title text orig_label label Sekole sa Boswelakgosi se tlaa ipela E tlaa re kgwedi eno e le lesome le boraro, sekole se segolwane sa Boswelakgosi kwa motseng wa Manyana mo kgaolong ya Borwa, se ipelele moletlo wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano se ntse se butswe semmuso. Sekole se se tlaa bo se ipela ka setlhogo se se reng, “Re gadima kwa morago ka maipelo, re lebile tse re di kgonneng, e le metshameko kana dithuto go tiisa isago ya rona.” Fa a a fa ditso ka sekole se, modulasetilo wa komiti e e neng e tlhophilwe go etelela tiro ya kago ya sekole seo, Rre Stephen Kganela a re, leano la gore go agiwe sekole le tsile morago ga go ela tlhoko gore bana ba ne ba sokola ka ba ne ba ya dikoleng tse dikgolwane kwa Ramotswa, Moshupa le Otse. A re bana bao ba ne ba sokola thata ka boroko le dipalamo go tswa gae go ya sekoleng. O tlhalositse fa go ne go se motlhofo gore ditoro tsa bone di diragale mme ba tshwaragana e le maloko ba thulanya ditlhogo go tswa ka maano a go senka barotloetsi ga mmogo le go kgobokanya madi a kago. Rre Kganela a re ba ne ba kopa dithuso mo morafeng ga mmogo le dikomponi mme dikopo tsa bone tsa atlega ka kompone ya Debswana e ne ya ba rotloetsa ka selekanyo sa madi a a kana ka P18 000, fa khansele ya Borwa yone e ne ya ntsha P17 000 mme boora-Sethibe Motswiri ba abela sekole tshimo ya bone gore sekole seo se agiwe fa e neng e le teng. Rre Kganela o tlhalositse fa erile sekole se sena go fela ga tla nako ya gore se bidiwe leina, mme morafe wa tla ka maina a a farologaneng, ebong, Mareko Mosielele, Bahurutshe, Dimawe ga mmogo le la Boswelakgosi, mme ya re morago ga tshekatsheko ba lephata la Thuto ba amogela leina la Boswelakgosi ka gore kgosi ya pele ya Bahurutse e ne ya tlhokafalela teng ka nako ya dintwa tsa maburu. Erile ka ngwaga wa 1990 sekole se sa bulwa semmuso ke tona wa pele wa lephata la Thuto Dr Gaositwe Chiepe, ga tshwaela Rre Kganela. Moeteledipele wa komiti e e baakanyetsang mokete o, Rre Elias Sebolaaphuti a re go botlhokwa gore ba ipele ba leboge batlapele ba ba ntseng le seabe go netefatsa gore bana ba akola thuto segautshwane. Moletlo oo o tlaa bo gape o kopane le wa kabo dimpho ya baithuti. politics 7 Mabutswapele a gopola boipuso jwa maloba Malatsinyana pele ga boipuso, lekalana la BOPA le ne la tsena kwa Mosweu go buisanya le mabutswapele bangwe ka sekao sa letsatsi la boipuso le maitemogelo a bone ka letsatsi le. Mongwe wa bone ke Rre David Noge yo o tshotshweng ka ngwaga wa 1945 yo o neng a bolela fa boipuso jwa maloba bo ne bo tlotliwa. A re Batswana ba ne ba lemoga boleng jwa letsatsi le. Rre Noge o boletse fa batho bogolo jang ba ba direlang go sele ba ne ba dumela mo go reng ba ketekele boipuso kwa magaeng a bone. O ne a gopola gore malatsi a boipuso a ne a ya bokhutlong go ntse go tsweletswe go tshwerwe merapelo kwa kgotleng tsamaiso e a reng ga e sa tlhole e salwa morago mo malatsing a gompieno. Rre Noge o kaile fa jaanong boipuso bo sa tshwane le pele ka bana ba bo jela koo go sena tlotlo ya batsadi a supa fa ele gone mo go sentseng boipuso ka are bo tsentswe mo ditlhabologong tsa jaanong. O boletse fa borara jo bo neng bo le teng fa taolo e tswa kwa pusong e bua ka boipuso bone bo e tshwara ka mashetla bo sa e tseye lolea fa a tshwantshanya le jaanong. Rre Keeteletswe Bosupeng yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1947 o boletse fa boipuso jwa dingwaga tsa bo 1970 bo ne bo nonofile mo ngwaong, ele ipelo ya boipuso le ngwao ya Setswana selo se areng o se bona se nyelela ka iketlo. Rre Bosupeng a re ipelelo boipuso e sentswe ke ditlhabololo ka a re bontsi jwa basha ba iponatsa ka boutsana kwa dikgotleng go tla go ipelela letsatsi le mme bangwe ba sokametse thata mo metshamekong ya bolo ya kgwele ya dinao. O boletse fa bagologolo ba ne ba diragatsa kwa kgotleng, mmino le meopelo ya Setswana e diragadiwa kwa kgotleng ba bo ba tlhola le tsatsi lotlhe koo go ipelwa go le monate golo mo areng gone go supa bopagano le tomagano ya morafe wa bone ele ba GooMosweu. Mme Maikano Banogi wa 1946, le ene a gopola nako tsa gone go tshubiwa sephikwe kwa godimo ga lentswe bosigo gare jwa di 29 ele go supa fa letsatsi la boipuso le gorogile. A tlhalosa fa gone go tswa mophato wa borre mo motseng ba ya go rema matlhako a a yang go tshubiwa gone kwa lentsweng go dira sephikwe, are gone go tsewa sekgopa se tshubiwa mo molelong borre ba dira okare molelo ba lala ba itisitse kwa kgotleng mme a supa fa se se sa tlhole se diragala ka are mowa wa boithaopo le tirisanyommogo ga osa tlhole ole teng. O boletse fa dikereke ka go farologana dine di phuthaganela mo kgotleng gotla go rapela mme ere motshegare bantse ba phuthaganetse kwa kgotleng go apewe dijo tsa morafe ba tlhole koo le bana ba bone. Mme Banogi one a bolela fa bogologolo ipelo ya boipuso e ne ele masheta ka are go ne go ntshiwa sejana se tsamaya lelwapa lengwe le lengwe mo motseng ba phutha mabele go tla go dira bojalwa jwa Setswana jo areng bo ne bo nowa gone kwa kgotleng a gatelela fa gone go na le tirisanyo mmogo. O boletse fa bomme ba ne ba tshameka diketo, morabaraba le koi go natifisa letsatsi fa bo rre bone ba ne ba itaya nnayi ele dingwe tsa ngwao gore pula ete ene. politics 7 Mogokgo o galaletsa baithuti ba Boitekanelo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Mme Diana Basotli o akgotse baithuti ba sekole sa Boitekanelo College ka go agela sekole sa gagwe ntlwana e e bolokelang matlakala. Mme Basotli o buile se kwa kabong ya kago ya polokelo ya matlakala e e neng e abelwa sekole sa gagwe ke baithuti ba Boitekanelo College bosheng. O ne a tlhalosa gore fa e sale sekole sa gagwe se simolodisiwa ka ngwaga wa 1923, se ntse se le mo letlhokong la polokelo matlakala e e babalesegileng, a kaya fa bontsi jwa nako go ne go epiwa mafuti a matlakala go boloka matlakala, mme se se ne se le diphatsa mo matshelong a bana le barutabana gape se na le botlhabetsi mo tikologong. Mme Basotli o ne a kaya fa dipalo tsa bana ba ba amogelwang mo sekoleng di ntse di gola le dingwaga go fitlhelela kwa makgolong a roba bobedi monongwaga ka jalo koketsego e ya palo ya bana e ne e reela gore go gasagasa matlakala go a gola ka go ne go sena polokelo e e siameng. A re dinako tse dingwe matlakala a ne a tlala mo sekoleng a re se se ne se le diphatsa ka tikologo e e leswe e baka kgotlelesego ya tikologo mme pheletsong e tsale thuthafalo ya loapi (global warming). Moeteledipele wa lekoko la baithuti ba Boitekanelo ba ba neng ba aga polokelo matlakala Mme Tsholofelo Otukile o ne a tlhalosa fa baithuti ba le bane ba ba ithutelang tsa botsogo le tikologo ba rometswe go ithuta tiro mo kokelong ya Tsabong, mme ba ne ba gwetlhiwa ke go tlhoka lefelo le go tikelwang matlakala ba lemoga go le diphatsa mo botsogong le boitekanelo jwa baithuti, barutabana le bodiredi jo bongwe jwa sekolo se. O supile fa ba ne ba se nosi mme ba ne ba bona dithuso tse di farologaneng go tswa kwa barekising ba tsa dikago ebong, K-build, Botoka Hardware le Mokgatla Hardware mme gape ba ne ba thusiwa ke ba konteraka ya le lephata la dikago le boranyane.BOPA environment 5 Ba akgolelwa mowa wa bopelotlhomogi Moithuti wa sekolo se se botlana sa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, o digetse matsalo a gagwe a dingwaga tse di lesome le botlhano ka boitumelo morago ga go rolelwa ntlwana ya boitiketso. Moithuti yoo, ebong Donald Judas yo o nang le bogole, o sa tswa go agelwa ntlwana ya boitiketso ke bodiredi jwa sekolo sa Nlapkhwane, ka thuso ya khamphani ya Destiny Car Rentals, e go tlhalosiwang e rekile di dirisiwa tsa kago eo tsa tlhwatlhwa ya P5 000. Ntlwana eo, e ne ya agiwa gape ka thuso ya setlhopha sa kgwele ya dinao sa Mpochi le banana bangwe ba le babedi ba Nlapkhwane, ba ba lebogetsweng go tsenya letsogo le go aga ntlwana eo ka kitso ya bone ya go aga ntle le go lopa dituelo dipe. Moithuti yo o dirang mophato wa borataro kwa sekolong sa Nlapkhwane e bile a dirisa kolotsana, go tlhalosiwa fa a tlhokafaletswe ke batsadi ka bobedi mme mo nakong eno a nna le nkukuagwe. Dibui ka go farologana kwa moletlong oo, o neng o tshwaretswe kwa lelwapeng la ga Judas, ba galaleditse mowa wa bopelotlhomogi o o supilweng ke bodiredi jwa sekolo sa Nlapkhwane, ba re, se ba se dirilweng se tla ba busetsa tuelo e kgolo go tswa kwa Modimong. E ne ya re a lekodisa batsena- moletlo oo ka loeto le ba le tsereng, go fitlhelela fa ba leng teng, mogokgo wa sekolo seo, Mme Lesedi Gobela a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go tlhomamiseng gore ditoro tsa bone tsa go thusa moithuti yoo di a diragala. Mme Gobela a re, ba ne ba tsaya kgato ya go mo thusa ba lebeletse gore seemo se a leng mo go sone se tlhokana le gore go bo go na le ntlwana ya boiteketso mo lwapeng, go na le gore a bo a ya kgakala jaaka a ne a dira a thusiwa ke nkukuagwe. O gateletse botlhokwa jwa gore batho ba nne le mowa wa bopelotlhomogi, a re, gangwe le gape ba nne ba gadima kwa baagisanyeng ba bone go lemoga botlhoki jo bo ka tswang bo le teng le go tlhapolola letsogo fa ba kgonang teng. Mongwe wa barutabana mo sekolong sa Nlapkhwane, a lebagane le dithuto tsa bogakolodi, Rre Kudzani Ntima a re, go supa lorato mo bangwaneng, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, ke selo se segolo thata. A re ,mongwe le mongwe o tshwanetse a ipotsa gore o diretse eng mongwe kgotsa tshaba ya lefatshe leno e e nang le botlhoki. O tsweletse a re, bone e le ba sekolo sa Nlapkwane, ka thato ya Modimo ba feletse ba kgona go fitlhelela kwa maikemisetsong a bone a go thusa Rre Judas. Mookamedi wa Destiny Car Rentals, Rre Carlos Sebina a re, e rile ba utlwa mokgosi wa bodiredi jwa sekolo sa Nlapkhwane, ba ipha matsapa a go ya go sekaseka seemo seo, mme ba itlama go itumedisa Rre Judas. Rre Sebina o supile fa e se lantlha ba thusa, mme ba kile ba dira jalo le kwa mafelong a mangwe a le mmalwa a lefatshe leno, a bo a tshepisa fa ba tla tswelela ba thusa fa ba kgonang teng. Seabe se Destiny Car Rentals e kileng ya nna le sone se akaretsa go abela Rre Donald Kobo, seromamowa le diaparo tsa kgwele ya dinao, ya bo gape ya abela setlhopha sa kgwele ya dinao sa Mpochi dikgwele tse tharo, diaparo tsa ikatiso le di dirisiwa tse dingwe tse di amanang le motshameko wa kgwele ya dinao tse tsotlhe di lopileng P3 500. Batsena- moletlo oo, le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa, mme ba abela Rre Judas dimpho le P250. Bangwe ba ba neng ba tshologile moletlo oo mokgosi ke Kgosi Edward Habangana wa Mapoka, Kgosi Mukani Modongo wa Nlapkhwane, mokhanselara wa kgaolwana ya Nlapkhwane Rre Farayi Bonyongo, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape le baemedi ba makalana a CEDA le LEA gareng ga ba bangwe. Bokhutlo society 9 Se bipeng mpa ka mabele - Kgosi Dikgang tsa go sireletsa ba ba tlolang molao go bolelwa fa di atile kwa Ngwapa mo kgaolong ya Tswapong. Se, se boletswe ke Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa mo potsolotsong. A re motse wa gagwe o angwa thata ke dikgang tsa borukhutlhi mme se se tshwenyang ke gore gantsi batho ba ba amegang ba bipa badira melato. A re ka ntata ya go loba badira melato, bontsi jwa dikgang tsa borukhutlhi tse a di amogelang di felela mo phefong. A re ka go twe monwana o o esi ga o rune nta, morafe o tshwanetse wa tshwaragana le dikgosi ga mmogo le mapodise go tsisa kagiso mo setshabeng. O ne a gakolola banni go itse fa tiro ya bone e le go bega dikgang tsotlhe tsa tlolo molao. Kgosi Moremi o ne a bolela fa ene le mapodise tiro ya bone e le go tlhotlhomisa dikgang tsa borukhutlhi le go atlhola dirukutlhi. Fa a afa dikai tsa dingwe tsa dikgang tse a reng ga di mo robatse, Kgosi Moremi a re bana ba basetsana ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro. A re e setse e le selo modiro gore ngwaga le ngwaga mosetsana yo o dingwaga tse di kwa tlase a bo a tswa mo sekoleng ka ntlha ya boimana. Kgosi Moremi a re sebe sa phiri e bo e nna gore batho ba ba dirang bana bao jalo, ba a sirelediwa ka batsadi ba sa bege ditiragalo tse. A re kgang e nngwe e e sa mo jeseng diwelang ke ya batsadi ba ba letlelelang bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borobabobedi go ya go bereka kwa dipolasing tse di gaufi le Ngwapa. A re batsadi, masika le morafe ka kakaretso ba itlhokomolosa molao wa dingwaga tse ngwana a tshwanetseng go ka bereka a le mo go tsone ka gore ba a bo ba lebile go oba letsogo fela, a kaya fa bontsi jwa bana bao e le ba ba tlogetseng dikole. Go sale foo, Kgosi Moremi o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke banana ba ba tsomang diphologolo mo dipolasing tse di gautshwane le motse. A re o utlwisiwa botlhoko ke gore bontsi jwa batsadi ga ba kgatlhegele go itse kwa bana ba bone ba tsayang nama teng fa ba goroga ka yone mme ba e amogela fela ka tsoo-pedi. O tlhalositse gore gantsi fa mapodise ba tsile go tlhotlhomisa dikgang tse, batsadi ba ipaya ba ba sa itseng sepe. Ka jalo, kgosi Moremi o ne a tlhaba batsadi podi matseba a re selo seo ga se supe fa ba rata bana ba bone mme ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng. Kgosi Moremi o ne a bolela fa go na le kgonagalo ya gore beng ba dipolase tse ba tsomang mo go tsone go se na ditumalano, ba ba golafatse kgotsa ba tlhaselwe ke diphologolo tse di borai tse di mo dipolasing tseo. O boletse fa a dirile maiteko a go tshwaragana le ba mapodise, ba boipelego le bone batsadi go tla go gakololana ka dikgang tsa tlolo molao le go loba badira melato mme batsadi ba ne ba tla ka dipalo tse di kwa tlase. crime_law_and_justice 1 Baikopedi ba tlaa thusiwa Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re puso e tsere tshwetso ya gore go tsibogelwe go thusa Batswana ba ba saleng ba ya dithutong tsa mananeo a nyeletso lehuma mme ba ise ba thusiwe. Rre Maele a re go lemosegile fa go na le Batswana ba le bantsi ba ba saleng ba ya dithutong tsa mananeo a nyeletso lehuma mme ba ise ba thusiwe ka jalo ba tshwanetse ba tsibogelwe. A re bangwe ba sa le ba ile dithutong ka ngwaga wa 2011 mme ba ise ba bone dithuso ka jalo puso e tsere tshwetso ya gore go tsibogelwe gore ba thusiwe mme go emisiwe tshekatsheko ya ba ba batlang dithuso tsa nyeletso lehuma go fitlhelela go wetswa ba ba ikopetseng pele. Mo go tse dingwe, Rre Maele yo e bileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, o ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa dingwaga tse di masome a matlhano. A re boipuso jwa ngwaga o o tlang e tlaa bo e le jo bo nang le pharologanyo ka jalo fa go kgonagalang teng banni ba fokotse ditiro tsa mo gae gore le bone ba kgone go ipelela letsatsi leo. Rre Maele o ne a supa fa a sa itumelele ka fa bangwe mo metseng ya bone ba ketekang boipuso ka teng. A re bangwe ba keteka boipuso mo dikgotlaneng tsa bone ka bongwe ka bongwe boemong jwa gore go dirwe boipuso mo kgotleng e tona ya motse. A re go keteka boipuso ka dikgotlana go felela go dira gore batho ba seka ba tla ka bontsi kwa kgotleng e tona ka jalo o ne a kopa banni go bona gore a ba ka seka ba buisanya go fetola se. O ne a itsise banni fa ditsetlana dingwe mo ditsamaisong tsa go tlhopha dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di phimotswe ntateng ya dingongorego go tswa mo Batswaneng. A re tsetlana e e neng ya ntshiwa mo tsamaisong ya go tlhopha maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ke e e neng e bua gore motho a ka nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse fa a na le teseletso ya boagedi e bile a ntse mo lefatsheng leno dingwaga tse pedi. O tlhalositse fa Motswana yo o nang le Omang e le ene fela a ka tsenang mo komiting ya ditlhabololo tsa motse. Rre Maele o tsweletse a re ntlha e nngwe e e neng e sa itumedise Batswana e ne e le e e neng e bua fa motho a ka seka a tsenelela komiti ya ditlhabololo tsa motse fa a tshwere bodulasetilo jwa diphathi tsa sepolotiki. A re mo nakong eno Motswana yo o nang le keletso ya go tsena mo komiting ya ditlhabololo tsa motse e bile a tshwere bodulasetilo jwa phathi ya sepolotiki a ka dira jalo. society 9 Letsema le thata ka mong Puso e tshwenyegile thata ka balemi ba ba sa tlhokomeleng masimo ntswa go dirisiwa madi a mantsi go ba lemela. Se se builwe ke mothusa tona wa temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Mochudi. O kopile Bakgatla go tlhokomela masimo ka jaana lefatshe leno le tlhoka dijo tse di lekaneng go jesa Batswana botlhe. Rre Molebatsi a re puso e tsere tshwetso ya go lemela Batswana ka jaana e ne e lemoga fa ba lebaganwe ke dikgwetlho tsa go lema ka jaana temo e lopa madi a mantsi mo malatsing a gompieno. O rotloeditse balemi go emela masimo a bone ka dinao gore thobo e tokafale. Molebatsi a re lephata la temo-thuo le tsile ka lenaneo le lesha la go lemela Batswana le mo go lone molemi a tlaa lemelwang ditema tse tlhano a thusiwa ke puso mme go feta foo puso e thuse bontlha bongwe jwa temo. A re puso e ne ya sekegela selelo sa beng ba diterekere tsebe, sa go oketsa ditlhwatlhwa ka jaana didirisiwa tsa temo di le turu. A re puso e tlaa neela balemi menontshane, e le tsela ya go tokafatsa thobo, bogolo jang ka masimo ka bontsi a sa bolo go lengwa mme a sa tlhole a ntsha thobo e e nametsang. Beng ba diterekere ba kopilwe go ipaakanyetsa temo ka go reka didirisiwa tsa temo gore ba tle ba kgone go thusa balemi ka jaana puso e duela fela ba ba lemang ka tsamaiso e e beilweng. A re puso e tsweletse ka go tokafatsa ditlhwatlhwa tsa thekiso kwa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) gore Batswana ba bone dituelo tse di botoka. Bakgatla ba ne ba lebogela leeto la gagwe ba supa fa temo e le botlhokwa fela thata, mme ba re mathata a matona mo kgaolong ya bone ke gore dipula di boutsana, ka jalo thobo e kwa tlase ntswa keletso e le teng. society 9 Seabe sa batsadi mo thutong ya bana se botlhokwa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Inalegolo, Mme Boitshoko Mokgethi o supile matshwenyego ka go tlhoka kgatlhego ga batsadi mo thutong ya bana mo go felelang go isa maduo a sekole ko tlase. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Mokgethi a re ba dirile maiteko otlhe go bontsha batsadi mosola wa thuto ka go bitsa diphuthego tsa batsadi le barutabana mme ga go nko e e tswang lemina ka go tla palo e nnye fela thata. A re se se ngomolang pelo ke gore batsadi ba itlhophetse go nna le bana ba bone ko masimo. O ne a supa gore tiragalo e e dira gore bana ba tsamaye sekgala se se telele ba ya ko sekoleng mme ba tsena ba lapile mo ba palelwang ke go ithuta sentle ka ntata ya letsapa. A re se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa bana ba ba nnang ko masimo ke bone gangwe le gape ba lofelang sekole. Mme Mokgethi o ne a tlhalosa gore le fa ba laletsa batsadi gore ba tle go tsaya maduo a bana, taletso ya bone e itaya se fololetse ka go bo go kgona go tla batsadi ba le babedi fela. O ne a supa gore seemo se, ga se a ba nyemisa moko ka ba dirile dithulaganyo tse di lolameng gore ba tokafatse maduo a bana. O ne a kaya gore fa ditlhatlhobo tsa bana ba lekwalo la bosupa di le gaufi ba ikitaya ka thupana e le barutabana go nna le bana mo matlong a bone, se e le maiteko a go ba fa sebaka sa gore ba itlhokololetse ditlhatlhobo ba sa itewe tsebe ke sepe. A re maiteko a a dirile gore maduo a bana ba lekwalo la bosupa a tokafale fela thata. O supile gore sengwe gape se ba se dirang go tokafatsa maduo ke go nna le dithuto-puisanyo le bana ba sekole ka letsatsi la Laboraro go bua ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ko malwapeng. Le fa go ntse jalo, Mme Mokgethi a re go direla mo kgaolong ke kgwetlho ka bo gone. A re le fa puso e dirile maiteko otlhe a go tlhabolola matshelo a barutabana ba ba direlang mo dikgaolong jaaka go ba fa dikatso, boroko jwa mahala le malatsi a matlhano a boitapoloso, se ga se a lekana. O buile ka go tlhoka dipalamo, dishopo le dibanka mo mafelong a. O ne a tswelela a bua ka metsi a a letswai a a sa siamelang boitekanelo jwa bone ka gangwe le gape a sa siamela botsogo jwa bone. Mme Mokgethi o supile fa ba dirile dithulaganyo tsa itloso bodutu e le maiteko a go kgothatsana le go bopa tirisano mmogo gore diemo tse di seka tsa ba kgoba marapo le go ama maduo a bone mo tirong. BOPA education 4 Ba rutuntsha dikgosi Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o supile fa a itumelela dithuto tse di rulaganyeditsweng dikgosi tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng, tsa go kgaola letlalo la borre, a supa fa di tlaa ba rotloetsa go rotloetsa morafe go tsaya lenaneo leo ka tlhoafalo. Rre Batlhophi o buile jaana fa a amogela baeng kwa thuto-puisanyong eo, e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Letlhakeng bosheng. O ne a kopa dikgosi go bua ka kgang e ba phuthologile, ba rerisanye gore go ka dirwa jang gore go somarelwe tshaba e e nyelelang. Mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le ikemetseng la ACHAP, Rre Batumi Judge o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo e le go fa dikgosi bokaedi ka tiro ya go kgaola letlalo la borre, go ba neela kitso ka loaro le le babalesegileng la borre, go lemoga seabe sa bone ka lenaneo leo, le go simolola botsalano le bone go tokafatsa loaro lwa borre. Mooki go tswa kwa kokelong ya Letlhakeng, Rre Kabelo Baloganye, o ne a supa fa batho ba le 2.6 million mo lefatsheng ba na le mogare wa HIV, fa ba le 1.8 million ba tlhokafetse ka ntata ya tse di amanang le jone. health 6 Kereke e aga setshaba Mothusa tona wa tsa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moisaraela Goya, a,re kereke e thusa thata mo ditirong tsa setshaba, go aga malwapa, go ntsha batho mo go direng ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka borukhutlhi le tse dingwe. O buile jalo kwa phuthegong ya kereke ya ST Joseph Apostolic Church of Botswana ka letsatsi la paseka. A re o solofela gore malwapa a a agiwang ka kereke enne aa nang le tlhwatlhwa e bile a ka seke a sekingwe ke sepe. A re kereke e kanna le seabe sa go golola batho go tswa mo go direng busula le go nna le seabe gape mo go direleng Lefatshe ditlhabololo le gone go itlhophela puso ee nang le boleng jwa go etelela setshaba E ka thusa le go gakolola batho gore batsee mananeo a puso gore ba itirele ditiro tse di ka ba tokafatsang matshelo, go ba tlhabolola le go direla banana ba Lefatshe leno mebereko. Orile a bua ka thuto a kopa phuthego ya kereke gore ba tlhwaafalele go rotoetsa bana ba bone gore ba ithute ka tlhwaafalo are thuto ke yone bokamoso jwa motho,le gore lefatshe la ga bone le ka ikgantsha ka ene, le gone o ka dira gore Lefatshe la ga bone le tsene mo phadisanong ya Mafatshefatshe. Fa a araba dikopo tsa bone tsa gore kereke ya bone e beilwe fatlase ga Noka one are ene o bona ele mo lefelong lele siameng o kopa gore ba seka ba tswa mo go lone ka gore le motlhofo go kaelega, are ba dire mobaka go kgonang go le tlhabolola jaaka go tsenya metsi le gore ba epe mosele o metsi a pula a ka fetang mogoone a sa tsene mo kerekeng. Are puso e tsweletse le go dira ka mo e ka kgonang go gokela metsi le motlakase mo motseng ono le fa madi a eta a tlhaela. Aba gakolola gore ba ikopanye le ba lebala la kgwele ya dinao ka ba bapile le bone gore ba tshwaraganele go gokela metsi le motlakase gore go seka ga ba turela. Mothusa tona a ba kgothaditse go lwa ka gotlhe mo ba ka go kgonang go atolosa kereke ya bone bogolo jang kaele yone (headquarters) e e lomaganyang dikereke tsotlhe gotswa mo mafelong a a farologanyeng ale lesome le boraro (13) go akarediwa letse ditswang kwa ntle ga lefatshe leno. Bane gape ba bua ka madi a a duelwang ngwaga lengwaga a (lease) bare akwa godimo fela thata, lentswa bone basa diri dipoelo dipe ele dikereke., fa araba kgang eo mothusa tona one are ga gone se seka dirwang ka ele gone kafa puso e boang madi ka teng gotsaisa ditiro tsa puso le go fa Batswana ditlamelo ka teng ka one madi ao le mo tsamaisong ya merero ya lefatshe. Bishop Joseph Tsheko orile a amogela mo thusa Tona are dikereke tsa semoya di kwa tlase ka lobaka la gore puso ene y aba diegela ka go ba fa ditsha jaanong botshelo bo turu. One a bolela fa kereke ya bone e simologile ka ngwaga wa 1950 e simololwa ke mosadimogolo a bidiwa Dirastus kwa motseng wa Matsilobjwe. A tswelela are ka dinako tse di kereke dine disa letelelwe jaanong ane ba kerekela mo nageng kwa go dimo ga dithaba.BOKHUTLO religion_and_belief 8 Seemo sa dikoloi tsa mogobagoba se bifela pele Seemo sa dikoloi tsa mogobagoba mo motseng wa Nata se bifela pele mo le tikologo e sa tlholeng e lebega. Se se buile ke Kgosi Rebagamang Rancholo mo potsolotsong le BOPA, a kaya fa tikologo e sa lebege sentle ntateng ya dikoloi tseo. A re motse wa Nata ke boremelelo jwa bojanala ka bajanala ba dirisa tsela eo thata go ralala ba fetela kwa makgadikgading. A re ba nnile le bokopano le Lephata la Ditsela kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le lesome le bobedi, go bona gore ba ka tsibogela seemo seo jang. A re ba dumalane le ba lephata leo gore ba beye matshwao a a tla supang fa dikoloi di sa letlelelwe go ema fa mafelong a go kaiwang di ema mo go one thata. Kgosi Rancholo a re dikoloi tseo tsa megobagoba di kgotletse tikologo fela thata mo e bile motse o setseng o tletse matlakala gongwe le gongwe fa di emang teng, a supa fa di kgotlhela lefatshe ka di tsholola le diole. Kgosi a re go ka nna bonolo fa matshwao a go nna jalo a ka bewa ka le one mapodise a ka kgona go atlhola bakgweetsi ba dikoloi tseo fa ba ba tshwara ba eme fa go sa letlelelweng teng. Kgosi Rancholo a re dikoloi tseo di rwala dilwana tse di botlhokwa tse dingwe di le borai mo di ka amang matshelo a batho. A re go borai gape ka bangwe ba bakgweetsi ba tsone ba apeela ka fa tlase ga tsone; a bua jalo a fa sekai ka nngwe ya tsone e e kileng ya sha ya ba ya lora gone mo motseng oo ngogola. O ne a supa fa dikoloi tseo di dirilwe ka mokgwa o o faphegileng, mo di nang le malao mo teng a gore fa motho a lapile a bo a ka kgona go thuba kobo segole gongwe le gongwe mo tseleng; e seng fela kwa motseng wa Nata. A re selo se se tsenya dikgotlhang mo motseng, a tlatsa ka gore bangwe basetsana ba bonwa masigo ba kokota mo matlhabaphefong a tsone, mme fa ba alolwa ba nna bogale thata mo ba tlhapaolang. Kgosi Racholo a re dingwe di kgona go goroga ka nako ya borobabongwe bosigo, se se supang fa nako ya gore di ka bo di tsamaya e fetile di sa le tseleng; mme jaanong se se supe fa e abo e le maikaelelo a mokgwetsi go tla go ema kwa Nata, ka gona le se a itseng a se ela. Le fa go ntse jalo, Kgosi a re ba thusana le mapodise a Dukwi le a Sowa, e bile ba setse ba simolotse go laola metsamo ya tsone bogolo jang bosigo. A re ba ya go nna le bokopa jo bongwe gape kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bobedi mabapi le dikoloi tseo tsa mogobagoba. BOKHUTLO society 9 Mananeo a ka tokafatsa matshelo Baagi ba Inalegolo kwa kgaolong potlana ya Hukuntsi ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso ka botlalo go tlhabolola matshelo a bone. Mafoko a a builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele e potlana ya Hukuntsi, Rre Joseph Kgabanyane ka letsatsi la go ruta morafe ka mananeo kwa motseng oo. Rre Kgabanyane o tlhalositse gore puso e itlamile go tlhabolola matshelo a Batswana, bogolo jang ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. A re puso e otlolotse letsogo ka mananeo a le mmalwa jaaka la LIMID, le le ka tokafatsang matshelo a Batswana, fa ba ka le dirisia sentle. O ne a gatelela ntlha ya gore mananeo a a ka godisa itsholelo ya lefatshe leno mo isagong, ka a na le dipoelo tse di bonalang. O ne a tlhalosa gore go na le mananeo a a tlhametsweng banana go ba neela kitso ya go itlhamela ditiro le go ijesa, ka e le bone baeteledipele ba ka moso. Rre Kgabanyane o ne a akgola badirelapuso ba ba itlamileng go diragatsa mananeo a puso, bogolo jang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditoropo le metse e mogolo. A re ka ntlha ya boatlhamo jwa kgaolwana ya Hukuntsi, go dingalo go isa ditlamelo kwa bathong botlhe ka ntlha ya gore metse mengwe ga e na ditlamelo jaaka ditsela tse di siameng. O tlhalositse le gore go tlhoka ditlamelo go dira gore baagi ba metse mengwe kwa kgaolong eo ba tlhaelwe ke mananeo a puso le ditlhabololo ka kakaretso. O ne a tlhalosa gore letsatsi la go ruta morafe oo ka mananeo le botlhokwa fela thata ka le o atametsa ditlamelo le kitso. Kgosi Seka Boraetsile wa Inalegolo o ne a supa fa a itumelela maiteko a puso a go isa mananeo kwa setshabeng. Le fa go ntse jalo, o ne a ngongoregela letlhoko la metsi a re le kgoreletsa go ata ga leruo le mananeo a mangwe a puso. politics 7 Ekentolo-Mavange e otlolola seatla Batswana ba tsweletse ka go tsibogela ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19 ka go aba dimpho tse di itebagantseng le go leka go laola kanamo ya mogare wa jone. E ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi, mokgatlho wa Ekentolo-Mavange kwa Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le one wa supa seabe sa one mo ntweng eo ka go abela sekole se sebotlana sa Masunga di thiba melomo le dinko di le lekgolo. Didirisiwa tseo tse di lopileng P3 500 di ne tsa rolelwa botsamaisi jwa sekole, mme di tlaa abelwe baithuti bangwe. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Kgosi Maruje III o ne a supa fa go le gantsi go se motlhofo gore motho a kgaogane sengwe le bangwe, a re le fa go ntse jalo go a itumedisa go bona Batswana ba santse ba tshegeditse serodumo sa setho seo, se ba tswang goo Lowe le sone, sa go thusa bangwe fa ba wela mo isong. A re mo godimo ga moo, go lebega bolwetse jwa COVID-19 bo tshwentse e bile bo gwetlhile bontsi jwa Batswana go tsosolosa mowa oo. Kgosi Maruje III o ne a akgola ba mokgatlho wa Ekentolo-Mavange go menagane, a tlatsa ka go re le ntswa mpho eo e ka tswa e le nnyennyane ka tebo ya matlho, fela e botlhokwa ka jaana e rotloetsa pitso ya puso ya gore go ipipiwe melomo le dinko go leka go laola kanamo ya mogare. Kgosi o bolela fa se mokgatlho oo o se dirileng se supa fa ba na le mowa wa boipelego, o a tlhalositseng o ka thusa go godisa le go isa Masunga golo gongwe. O ne a tlatsa ka go re mpho eo e tlaa thusa gape go nonontsha baithuti go nna babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo. O ne a bo a gwetlha ba-na-le seabe botlhe mo thutong ya bana go nna le mowa wa tshwaragano, ka e le one makgonatsotlhe mo katlegong ya maitlamo a bone. Fa a ema baithuti ka lefoko, Kgosi Maruje III o ne a ba gakolola gore ba lemoge botlhokwa jwa bokamoso jwa bone, a re gape ba tshwanetse ba lemoga fa ditlhatlhobo tsa bone di le gaufi, mme ba tlamega go ipaakanya ka gotlhe mo ba ka go kgonang. Kgosi Maruje III a re go atlega ga bone mo dithutong go ka ba thusa go fetola matshelo a bone gammogo le lefatshe leno. gosi o bile a kgala a sa kgwe mathe bagolo ba ba nang le mokgwa wa go dirisa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo. Ka moo, o ne a gwetlha bana go ikela tlhoko le go bulega ditlhaloganyo gore ba kgone go itse le go bega ditiragalo tse di bosula. Leloko la mokgatlho oo, Mme Gladys Muyenzelwa o ne a supa fa o tlhamilwe ka 2015, mme mo nakong eno o na le maloko a le masome mane le boferabobedi. Mme Muyenzelwa a re keletso ya bone ke go simolodisa tshwaragano le sekole sa Masunga, ka fa tlase ga lenaneo la ‘Adopt a School’. Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Masunga, Mme Onalenna Mfuma le ene fela jalo o ne a akgola ba mokgatlho wa Ekentolo-Mavenge, a re go supa fa ba tsaya tsia tsetlana ya itshireletso kgatlhanong le kanamo ya mogare. Mme Mfuma a re ba tlaa netefatsa gore ba tswelela ba rotloetsa baithuti go rwala dithiba molomo le dinko tseo le gore ba ba di abetsweng ba di somarele. society 9 Go sego letsogo le le abang... Go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. E o ya bo e le pina e e opelwang ke Rre Mothaba Matsaudi wa kgotla ya Boseja kwa Maun morago ga gore a fe Tautona Lt Gen. Dr Seretse khama Ian Khama, mpho mme morago a amogele tse dikgolo. Rre Matsaudi yo o dingwaga tse di masome mararo le bone o tlhaloseditse BOPA mo potsolosong bosheng, fa a ne a betla tafole nngwe e e faphegileng e le mpho ya ga Tautona morago ga go utlwalela fa Tautona a tlaa tla a buisa phuthego ya kgotla kwa Motopi. A re o ne a betla tafole eo ya tlhwatlhwa ya P300 mme ka maswabi Tautona o ne a seka a buisa phutlego ka gore o ne a tshwerewe ke ditiro tse dingwe mme seo sa seka sa mo kgoba marapo ka o ne a kopana le bogogi jwa motse ba ba neng ba mo thusa mme tafole eo ya goroga kwa go Tautona. “E ne ya re morago ka amogela mogala go tswa kwa mokwaleding wa go Tautona mme ka mo tlhalosetsa gore ke mmetli mme ke tlhoka didirisiwa dingwe gore kgwebo ya me e tswelele,” ga bua Rre Matsaudi. Rre Matsaudi o tlhalosa gore ka boammaruri Tautona o ne a mo rekela didirisiwa tse a di tlhokang tse tlhwatlhwa ya tsone e neng e feta P70 000, selo se a reng e ne ya nna thuto e tona mo go ene ya gore fa mongwe a go thusitse le wena fela jalo o tshwanetse wa mo leboga ka se o ka se kgonang. A re tafole eo e fetotse kgwebo ya gagwe e a supang fa jaanong e mo direla dikgolo. O ne a tlhalosa fa a ise a kopane matlho a phage le Tautona mme a santse a batla go mo fa mpho e nngwe gape ya setilo sa Setswana go supa gore o dirile phetogo e tona mo botshelong jwa gagwe. Rre Matsaudi a re tiragalo eo e rotloetsa mowa wa go aba, a re go tsamaya ga ga Tautona mo dikgotleng a lekola le go abela bagolo le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ke thuto e e tshwanetseng ya tshegediwa ke Batswana botlhe. A re le fa Tautona a tlogela setilo ngwaga o o tlang motlhala wa gagwe o setse o bonala. Ends society 9 Melolwane ya metse ga e amane le ya sepolotiki Mogolwane wa lephata la boipelego, Rre Pascal Madisa o tlhaloseditse morafe wa dikgotlana tsa Ghanzi legare le Ghanzi Borwa gore melelwane ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ga e tshwane le ya dikgaolwana tsa sepolotiki. Mogolwane yo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya go rerisa morafe ka melelwane ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolwana ya Ghanzi Borwa. Rre Madisa a re go botlhokwa gore morafe o tlhaloganye ka melelwane ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le ya botlhophi e seng jalo ba tlaa tlhakatlhakanya melelwane ya dikgaolwana tsa botlhophi le ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. Mogolwane yo o ne a tlhalosetsa morafe gore e rile ka 2016 ba lemoga fa dikgaolwana tse dingwe di setse di godile di tlhokana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, nngwe ya tsone e le kgaolwana ya Ghanzi Borwa. A re molaodi le mokwaledi wa khansele ba ne ba ntsha komiti e e sekasekang melelwane, mme komiti eo e ne ya dira tiro ya yone ya go sega melelwane eo. A re ba tsisitse pego ya komiti eo kwa morafeng mme fa e le gore ba ganana le tshwetso ya komiti eo o tlaa isa matshwanyego a bone kwa go ba bagolwane go ya go bona gore ba tlaa rarabolola jang matshwenyego a bone. E ne e rile pele kgosana Rre Petrus Ndjoze a amogela baeng mo kgotlanneng ya gagwe a kopa morafe go itshwara sentle le go reetsa thata dikgang tseo ka gore di botlhokwa mo matshelong a bone. Kgosana Ndjoze o kopile morafe gore ba tlogele go tsenya sepolotiki mo dikgannyeng tse di tshwanang le tse e bile ba itse gore mo kgotleng sepolotiki ga se letlelelwe. E rile a akgela, Rre Shane Kebadile ene a tlhalosa fa a sa dumalane le molelwane o o dirilweng a re ene o batla gore molelwane wa komiti ya ditlhabololo ya Ghanzi Borwa go dirisiwe wa dikgaolwana tsa botlhophi ka gore fa go tla go ikwadisediwa ditlhopho tsa botlhe morafe o tsile go etsaetsega. Rre Kebadile a re gape Kgaolwana ya Ghanzi Legare ga go na kwa e golelang teng fa ya Ghanzi Borwa e santse e gola, ka jalo a kopa gore go dirisiwe molelwane wa dikgaolwana tsa botlhophi. Bontsi jwa morafe bo ne jwa wela mo mafokong a ga Rre Kebadile gore bone ba batla gore go dirisiwe molelwane wa dikgaolwana tsa botlhopi kgotsa tsa bokhanselara. Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Thatayotlhe Balepi o ne a tlhalosetsa morafe oo ka ditlhabololo tse di tshawanetseng go dirwa ka madi a lenaneo a dikgaolowana tsa botlhophi. O ne a tlhalosa fa kwa kgaolong ya Ghanzi Borwa go ya go agwa lobala lwa metshameko mme e bile a tlhalosa fa go setse go simolotswe. Rre Balepi a re lobala loo lo ya go batla madi a mantsi, ka jalo go raya gore go tlaa nna go tlopolwa mo mading ao go fitlhelela ba fetsa. A re ba tshwanetse go itse gore lebala leo ga le ye go dirisiwa ke morafe wa kgaolwana eo o le nosi le ya go dirisiwa ke batho ba kgaolo botlhe, ka jalo ba tlaa nna ba ketlola mo mading mo dikgaolwaneng tse dingwe fa go tlhokafalang teng. Morafe wa Ghanzi Legare bone ba ne ba supa fa ba batla gore mo ngwageng ono wa madi, madi a bone ba agelwe ntlo ya ditso gore e kgone go ba solegela molemo le gore ba kopa gore ntlo ya ditiro tsa diatla (BEDU) e kgologolo ba e neelwe, e tswe mo khanseleng gore ba kgone go e dirisa sentle. E rile morafe o akgela ka ditlhabololo tseo ba tlhalosa fa go ne ga tswa madi a a neng a lebaganye lebala leo, ba botsa gore a kae. Legale ba ne ba supa fa ba lebogela ditlhabololo tseo mme fela ba kopa gore bana ba Ghanzi ba hirwe ka gore ba tlhoka ditiro. E rile mokwaledi wa mopalamente, Rre Jesus Mosokwe a akgela, a re go botlhokwa gore morafe wa kgaolo ya Ghanzi ba emele lobala loo ka dinao gore lo kgone go fela ka bofefo. BOKHUTLO society 9 Bagolwane ba abelwa dietsele Bagolwane ba khansele-potlana ya Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng ba ne ba tshwere kabo dimpho go lemoga badiri ba ba dirileng ka botswapelo monongwaga. Mokwaledi wa khansele eo, Rre Nigel Mangoye, o tlhalositse gore e re le ntswa ba sena ditlamelo tsotlhe tse di ka ba kgontshang tiro, badiri bangwe ba ne ba dira ka se ba nang le sone go tsisa phetogo mo matshelong a Batswana le mo kgaolong. O tlhalositse fa tlotla eo e dirilwe go sa lebelelwa go otlhaya ope, a bo a kopa baeteledipele ba maphata go tsenya leitlho thata mo go ba ba eteletseng pele le go ba kaela. O gakolotse ba ba filweng dietsele gore ba itse fa ba ne ba sa bereke ba le nosi mme ba ne ba bereka le ba bangwe. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Mme Tlotlego Rampha, o tlhalositse fa matshwenyego a kgaolo-potlana ya Letlhakeng a le mantsi jaaka ditsela tse di sa siamang, go tlhaela ga ditsompelo, go tlhaela ga bodiredi le tlhaelo ya madi. Mme Rampha o tlhalositse fa gape badirelapuso ba lela ka dituelo, le fa go ntse jalo tse tsotlhe di sa tshwanela go ba kgoba marapo mo tirong. O gwetlhile badirelapuso go bereka ka mowa o le mongwefela, ka seo se ka ba kgontsha go ya kwa ba batlang go ya teng. O supile fa badiri bangwe ba sena dikitso tse di tletseng ka maphata a bone, mme a tlhalosa fa modiri yo o nang le kitso a kgona go dira tiro botoka thata. Mme Rampha o kopile gore bao ba ba sa direng sentle ba kgothadiwe, a supa gore le fa ba sa tsaya dietsele ba kgona go tla ka methale e mesha ya go dira tiro ebile e le bonolo go ntsha maduo. O tlhalositse gore fa badiri ba dira mmogo, ba kgona go kgothatsana fa ba bangwe ba leng bokoa teng, mme se se dire tiro bonolo le go nna monate. Rre Gaopatiwe Kabelo o ne a tsaya tlotla ya modiri yoo thusang setshaba ka manontlhotlho, Kesego Mashaba o ne a tsaya tlotla ya modiri yo o gaisitseng botlhe, Mme Dimakatso Sibisibi o tsere tlotla ya moeteledipele yo o gaisitseng fa lephata la madi le tsere tlotla ya lephata le le gaisitseng a mangwe ka go ntsha ditirelo. Erile a a fa malebogo, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara wa kgaolo ya Botlhapatlou, Rre Lefoko Kegopotswe, o ne a supa fa tiro e e sa felele fa mme a kopa bao ba ba sa bonang sepe go dira ka natla gore le bone ba bone sengwe ngwaga e e tlang. O supile fa go abela badiri dietsele go ba nonotsha fela thata. BOKHUTLO society 9 Mananeo a puso a solegela banana molemo Lenaneo la puso la go adima banana mafelo a a seng mo tirisong le tsweletse ka go thusa banana ba Kasane ba digwebo tse dipotlana. Rre Tshepo Matengu yo o dingwaga di masome mabedi le bosupa le Rre Motlagoilwe Sankwasa, ke banana ba Kasane ba ba dirang kgwebo ya go kopanya ditshipi ka molelo go dira didirisiwa tse di farologanyeng jaaka diheke, matshego a go besediwang nama mo go one, ditshipi tse di tshubang dikgomo ditshipi tsa di fensetere, ditshipi tsa mabati, dimausu tsa ditshipi le tse dingwe ka go farologana. Rre Matengu o tlhalositse mo potsolotsong fa go ne go le thata go dira kgwebo ba sena lefelo le ba direlang mo go lone, mme e rile puso e dumela go adima Batswana mafelo, segolo bogolo banana, se sa dira gore le bone ba kgone go dirisa ditalente le botsipa jwa bone go itshetsa go na le go senyetsa batho kgotsa go tlhola ba a nwa majalwa le go dirisa ditagi. Rre Sankwasa ene o tlhalositse fa mafelo a a le botlhokwa thata ka gore a bapile le mapalamelo a dikoloi tsa setshaba le marekisetso. O tlhalositse gore se se dira gore batho ba kgone go bona dilwana tse ba di rekisang motlhofo mme ba reke. A re e re le ntswa kgwebo ya bone e dira sentle, ba na le dikgwetlho tsa go tlhoka didirisiwa tse di maleba mme e bile ba eletsa go kopa madi kwa pusong go godisa kgwebo ya bone ka lenaneo la banana la YDF. Banana bao ba kaile fa kgwebo ya bone e tsweletse ka go gola e bile jaanong ba eletsa go nna le lefelo la se nnela ruri ka gore seo se ka dira gore kgwebo e gole mme ba kgone go thapa banana jaaka bone. Rre Matengu o ithutetse tiro ya diatla kwa Ikago Rehabilitation Centre kwa Gaborone, mme o tlhalositse fa pele ga ba bona lefelo le ba direlang mo go lone, ba ne ba latela bareki kwa ba leng teng ba bo ba ya go direla teng tiro e e batlegang, mme se se ne se dira tiro ya bone bokete ka go nna ba sasankega ba rwele didirisiwa. O tlhalositse fa ba simolotse go direla mo lefelong le ka 2014, mme go ne go se thata go le bona ka gore ba bapile le kwa lapeng la bone, mme se se dirile tiro motlhofo gore ba bone lefelo ka gore ba ile ba buisana le batho ba ba nnang gaufi le fa ba direlang teng mme ba bo ba dumalana. ENDS economy_business_and_finance 3 UDC e supa Modubule Moeteledipe wa phathi ya Umbrella for Democratic Change( UDC), Rre Duma Boko, o rotloeditse Batswana go dira diphetogo ka go tlhopholola phathi e e sa bolong go nna mo setilong ya Botswana Democratic Party (BDP). Rre Boko o buile jalo mo phuthegong ya phatlalatsa ka bofelo ja beke kwa Lobatse, kwa go neng go supiwa ntlhopheng wa bopalamente wa phathi eo, Rre Nehemiah Modubule. Rre Boko o boletse fa e le nako ya diphetogo go ntsha Batswana mo lehumeng. Rre Boko o kgadile batho bangwe ba ba kgatlhanong le go ikopanya ga diphathi tsa kganetso, a bolela fa botoka ele go kopana ga diphathi gore ba ntshe BDP mo setilong. O ne a kgala maloko mangwe a BNF a a kgatlhanong le mogopolo wa bone wa go kopana. O boletse gore fa ba tsaya puso, badirela-puso ba tsile go amogela madi a a bonalang, a tlatsa ka gore ba tsile go tsibogela dilelo tsa bone. Fa a ntsha la gagwe, Rre Modubule o boletse fa a tla emela banni ba Lobatse go le botlhoko le go le monate. A re, bokopano ja diphathi bona le tema mme o rotloetsa Batswana go tlhopha phathi eo ka dipalo tse di kwa godimo go ntsha e e busang. politics 7 Komiti ya Peleng Bophirima e akgoletswe go thusa morafe Mothusa kgosi kwa kgaolwaneng ya Peleng kwa Lobatse, Kgosi Modise Senyerelo o akgoletse komiti ya ditlhabololo ya Peleng West go emela morafe ka dinao. Kgosi Senyerelo o buile jalo fa komiti eo e ne e abela banni bangwe ba ba tlhokileng lesego dimpho tsa dikobo di le masome a mabedi. A re go fiwa mpho ke selo sa botlhokwa e bile se baka boitumelo mo botshelong jwa motho. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Donald Mokgatla, o boletse fa maikaelelo a bone e le go direla setshaba, a tlatsa ka gore mo nakong ee fetileng, ba abetse bana dimpho tsa keresemose, a re ba dira se ka se le mo mokwalong o o tsamaisang komiti eo. O tsweletse a bolela gore ba ne ba gopola ba ba tlhokileng lesego, bogolo jang mo nakong e ya mariga, mme batla ka mo gopolo wa go kopa thuso mo makalaneng a puso, le a a ikemetseng le batho ka bongwe ka bongwe gore ba thuse. Rre Mokgatla o boletse gore yo o abelwang o lesego, mme a kgothatsa gape ba ba amogelang gore ba seka ba ikgantshetsa ba ba sa fiwang sepe. Mongwe wa ba abetsweng dimpho, Mme Naledi Nthutang o ne a leboga komiti eo go menagane, a kopa gore Modimo o tswelele o ba thusa, ba lemoge letlhoko la ba bangwe, mme ba ba thuse. Mme Mary Senye o ne a lebogela komiti eo tiro e ntle e ba e dirileng, a leboga le bone ba ba thusitseng ka dimpho. BOKHUTLO society 9 Ofisi ya Mosireletsi e hemela setshaba Mothusa mosereletsi, Rre William Moncho a re ofisi ya gagwe e itebagantse le dikgang tsa go hemela setshaba mo go rontshiweng ditswanelo. Rre Moncho o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Ranaka bosheng fa bontsi jwa Batswana ba sena kitso e e tseneletseng ka ditirelo tsa ofisi ya ga Mosireletsi. O boletse fa ofisi ya ga Mosireletsi e amogela dingongorego go tswa mo setshabeng, makgotla a a kopanetseng papadi le puso le makalana otlhe a puso e nang le seabe mo go one. Le fa go ntse jalo, Rre Moncho o tlhalositse fa ofisi ya ga Mosireletsi e sa buelele mongongoregi ka tsela e e dirisiwang ke babueledi kwa makgotleng a ditsheko. A re thulaganyo ya Mosireletsi ke go tsereganya e bile mongongoregi a sa lopiwe tuelo epe. “Fa o sa kgotsofalele tsamaiso, o tlhokelwa maitseo, o sa arajwe ka fa tshwanelong, o nyenyafadiwa kgotsa o kgethololwa ka tsela epe fela mo maphateng a puso, ke molato o re tlhokang gore o o re bee pele,” Rre Moncho a tlhalosa. O boletse fa go tlhoka tsamaiso go ka tsala tshenyetso setshaba fa go sa rarabololwe. Ka jalo o rotloeditse morafe go emisa go bipa ditiragalo tsa go tlhoka tsamaiso tse di ba amang. O ne gape a ba gakolola gore ba seka ba diega go bega dikgang tsa mofuta o. O ne a a tlatsa ka go re molao o o ba laolang o tlhoka gore dikgang tsa go nna jalo di begwe kwa ofising ya Mosireletsi mo lobakeng lwa ngwaga di diragetse. Rre Moncho o tlhalositse gape gore fa ba bona tiragalo mo dipampiring tsa dikgang e supa go tlhokegile tsamaiso, Mosireletsi o na le thata ya go e latedisa. E rile a akgela, mongwe wa baagi ba Ranaka, Rre Mothibedi Mothibedi a lebogela Mosireletsi ka thuto e a e ba abetseng, selo se a rileng se thusitse morafe go farologanya tiro ya ofisi ya ga Mosireletsi le ya lekgotla la twantsho tshenyetso setshaba. BOKHUTLO politics 7 Go fudusiwa ga lebala go tsositse kgaruru Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba re ga ba dumalane le tshwetso e e tserweng ke baeteledipele ba khansele potlana go fudusa go dirwa ga lebala la metshameko kwa kgotleng eo. Ba supile matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Uyapo Mafunye, molaodi Mme Utlwanang Kerekang le bagolwane ba ofisi ya tlhabololo banana, metshameko le ngwao. Mme Kerekang a re maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lekodisa banni ba kgaolo eo ka thulaganyo ya go fudusetsa lebala kwa setsheng sa lebala la ditshupo kwa kgotleng ya Madikwe. A re go lemogilwe fa kwa Magapatona go ne go le kgakala le motlakase le metsi, mo motlakase o lopang P900 000 go o goga, fa metsi one a lopa P1.2 million. A re gape lefelo leo, le dikaganyeditswe ke melatswana e bile go tletse mahuti. A re fa ba abelela tiro yotlhe ya le lefelo leo, e ya go feta madi a abetsweng tiro eo a P5 million ka yone e ka lopa P11million. Mme Kerekang o boletse gore mo tshekatshekong ya bone e le komiti le boeteledipele jwa motse le komiti ya ditshupo, ba ile ba dumalana gore bogolo go dirisiwe lebala la ditshupo le tiro yotlhe e ka lopang P7 million mo go lone. Mogokaganyi wa togamaano ya tiriso ya lefatshe kwa khanseleng potlana ya Tutume, Rre Tebogo Moreetsi a re go ya ka togamaano ya ditlhabololo tsa Tutume, mo moalong wa motse oo, go na lebala leo le la Magapatona mo polaneng. Banni ba kgotla ya Magapatona bone ba ne ba seka ba amogela mogopolo oo, ba re tshwetso eo e a belaetsa ka le therisanyo ga e a ka ya nna yone fa go dirwa diphetogo tseo. Rre Edmond Moabi yo o neng a emetse banni o ne a kopa gore komiti eo e ye go rerisanya le batho ba Magapatona pele kwa kgotleng ya bone. Rre Moabi a re se se belaetsang ka tiro eo ke gore lefelo leo le ne la sekasekwa la gopiwa, le thendara ya abelwa rakonteraka gone kwa lefelo leo la Magapatona ngogola. A re ba gakgamala gompieno dilo di fetogile go setse go buiwa ka dikgwetlho, e bile go bonwe lefelo le lengwe go sele ba sa rerisiwa. A re ba belaela go na le tshenyetso setshaba ka go dirisitswe madi go baakanya lefelo leo go tswa foo le bo le phuagangwa fela jalo. Rre Imi Phili le ene one a re go lebega morero o tlhaetse fa gare ga badirelapuso le banni ba kgotla eo. A re go tlhoka therisanyo le tirisanyo mmogo ke dilo dingwe tse di thubang metse gape di emisa ditlhabololo go ka tswelela. Rre Phili a re lebala la ditshupo le le nnye go na le le kwa Magapatona, e bile le dikaganyeditswe ke malwapa mo le ka se ka la atolosiwang mo tsamaong ya nako. society 9 Sekai o lekodisa morafe ka leobo Mothusa kgosi kwa Mochudi, Kgosi Bana Sekai, a re Bakgatla ga ba robatswe ke seemo sa leobo la bone. O buile se mo phuthegong ya kgotla go lekodisa morafe bosheng. Kgosi Sekai o ne a tlhalosetsa morafe gore go na le matshwenyego a mantsi ka se se diragetseng ka madi a leobo la kgotla kgolo ya bone. A re le fa go ntse jalo, ba kopile thuso mo khanseleng ya Kgatleng go ba thusa ka badiri ba ba ka sekasekang dibuka tsa komiti e e neng e eteletse kago ya leobo. O boletse fa basekasiki ba setse ba simolotse tiro ya bone mme morafe o tlaa lekodisiwa ngwaga o tlang. Mo go tse dingwe, Kgosi Sekai, o boletsa fa polase ya morafe ya Masama le yone dibuka tsa yone di tlaa sekasekwa ngwaga le ngwaga go na le jaaka go ne go dirwa mo lebakeng le le fetileng. A re dibuka tseo di sale di tlhongwa leitlho le le tseneletseng labofelo ka ngwaga wa 2016. O ne a supa fa motlobo wa ditso wa Phuthadikobo le one o supile fa tlaa ipaakanya ka go seka seka dibuka mme o tlaa ntsha pego. Kgosi Sekai a re dikoporase tsa Kgatleng tsa morafe le tsone di saletse kwa morago ka ba ise ba itshupe gore ba tsamaya fa kae ka se ba se dirang. O ne a tswelela ka go kopa morafe gore o ba thuse ka go supa fa masimo a morafe a Masutla a leng teng, a a tlhalositseng fa a ka tswela morafe mosola. Le fa gontse jalo, o ne a gakolola morafe gore fa go sa tlhole go na le makwalo a tsewang kwa kgotleng fa motho a batla go pega lenyalo. A re mo sebakeng sa gompieno motho o ka tlhamalala fela a ya go simolodisa tiro ya nyalo go sena lekwalo le le tsewang kwa kgotleng jaaka mo nakong e e fetileng. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Sekai o ne a supa matshwenyego mo morafeng ka leruo le le gobeyang motse go lebega le sena tlhokomelo. O ne supa fa go ne go dumelanwe gore kgwedi ya Phalane e tlhola lesome le bongwe leruo la bo le dule mo motseng. A re ba kgonne go ka kopana le maphata a a amegang mabapi le kgang e, mme e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo kgato di tseelwe ba ba sa seleng molao morago. Kgosi o ikuetse ka modumo o montsi o o tsosiwang bosigo kwa madirelong a bojalwa le kwa dikerekeng dingwe. O tsweletse ka go supa fa bangwe batho ba rekisa bojalwa kwa ntleng le teseletso kwa masimong le merakeng mme a ba tlhagisa go emisa seo. Kgosi Sekai o ne a kopa morafe go tla ka dipalo kwa segopotsong sa bolwetse jwa HIV/AIDS se se tla bong se tshwaretswe mo motseng wa Mochudi kgwedi ya Sedimomthole a rogwa. A re sebui sa tlotla e tla bo e le tautona Dr Mokgweetsi Masisi. Fa a tswa la gagwe,Rre Kabelo Rakgati yo e leng monni wa Mochudi o ne a kopa tlhaloso ka se se diragalang ka lefelo la diphologolo le le mo Mochudi mme a supa matshwenyego ka ditsela tse a reng di tletse ditotoma tse di fokotsang lebelo gongwe le gongwe. society 9 Molwetse wa tlhaloganyo o tshwanelwa ke tlotlo Bolwetse jwa tlhaloganyo ke bongwe jwa malwetse a batho ba sa a tseyeng ka tlhwaafalo gape fa motho a supa dikai tsa bolwetse joo o kgobiwa ka mafoko. Se, se builwe ke mooki wa balwala tlhaloganyo wa kokelo ya Mahalapye, Mme Dimpho Keolebogile mo phuthegong ya kgotla kwa Tewane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng. A re bolwetse jwa tlhaloganyo bo kgona go itlela fela mo mothong a ntse a godile ka jalo setshaba se tshwanetse sa lemoga fa bolwetse jo bo tshwana fela le malwetse a mangwe a a amang batho. E re gontse jalo, o ne a tlhalosa ka botlalo se batho ba dumelang mo go sone mabapi le balwala tlhaloganyo. A re batho ba dumela fa balwala tlhaloganyo e le batho ba ba bogale thata,mme a re seo ga se boammaaruri ke mafoko fela a tshotlo. A re bangwe ba batho bao ba kgona go tshela fela sentle le batho ba bangwe ga mmogo le go dira ditiro tsa mo lwapeng fela jaaka mongwe le mongwe. E re gontse jalo, Mme Keolebogile a re go a tle go diragale gore palonyana e e tsenang mo seatleng e supe dikai tsa go tlhoka go iketla mo moweng le gone go kgoreletsa ba ba gaufi le bone,a tlatsa ka gore diemo tse, setshaba se tshwanetse go di elatlhoko ka dinako tsotlhe. A re fa bangwe ba balwala tlhaloganyo ba sa kgone go itira sepe le gone go ka itlhokomela ka jalo ba tlhoka tlhokomelo ya ba losika le setshaba ka kakaretso. Mme Keolebogile a re batho ba ba lwalang tlhaloganyo ba na le maikutlo fela jaaka motho mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore ba kgona go kgopisega,go tenega ga mmogo le go itumela fa go tlhokega. O ne a rotloetsa ba ba tseneng phuthego go tsaya tsia balwala tlhaloganyo fa ba bua le bone, a bo a ba kopa gore ba seka ba ba latlhelela mme ba fiwe lerato gape go tlotlwe ditshwanelo tsa bone tsa setho. Mooki o ne a ntsha dintlha tse tharo tse setshaba se ka lemogang motho yo o lwalang tlhaloganyo. Mme Keolebogile o ne a ba rotloetsa gore fa ba bona dikai tsa bolwetse jo, ba etele dikokelwana tse di gaufi go ka itekodisa go tila go gola ga bolwetse, a tlatsa ka gore go tlhabantsha bolwetse ka pele go thusa gore bo fole ka bofefo. A re bolwetse jwa tlhaloganyo bo tsamaya ka losika, a tlatsa ka gore bolwetse jo bo tshwana le malwetse a kankere, sukiri le a mangwe. O tswelela a tlhalosa fa bontsi jwa nako fa ba alafa balwetse ba tlhaloganyo ba tlhotlhomisa kwa molwetse a tswang teng gore ga gona wa lelwapa yo o kileng a lwala tlhaloganyo. Le fa gontse jalo, Mme Keolebogile a re gape bolwetse joo bo bakiwa ke dikgobalo tse di masisi mo tlhogong tse di ka bakiwang ke dikotsi tsa dikoloi le tse dingwe fela jalo. A re setshaba se tshwanetse go ikelatlhoko mo malwetseng a mangwe a a tshwanang le malaria, HIV/AIDS le a mangwe,a tlatsa ka gore fa a ka fetela kwa tlhaloganyong e ka baka bolwetse jwa tlhaloganyo. O ne a kopa banana go emisa nnotagi ka le yone e na le seabe se setona mo go bakeng bolwetse joo. E re go ntse jalo,banni ba ne ba supa fa go na le batho bangwe ba ba sotlang balwala tlhaloganyo. Ba re bangwe ga ba fe balwetse ba go nna jalo lorato gammogo le tlotlo,ba tlatsa ka gore ba bidiwa ka maina fela a a bosula le mororo ba na le maina a bone a mantle. Fa a ba kgwa dikgaba, mooki wa balwala tlhaloganyo a re balwetse bao ba tshwanetse go tlotlwa go sa kgathalesege gore diemo tsa bone di ntse jang, a bo a tlatsa ka gore ba tshwanetse go bewa fa go siameng teng go itsa go ka gobala. Mme Keolebogile o kgathaditse banni ba Tewane go tsaya botsogo jwa tlhaloganyo ka tlhwaafalo, fela jaaka ba tsaya malwetse a mangwe ka tlhwaafalo ka dinako tsotlhe,a tlatsa ka gore ba ipabalele mo malwetseng otlhe ka go farologana ba seka ba tlhaola bope. health 6 Tlotlang mabitla le dintsho Diphuthego tsa dikereke tse di farologaneng di kgalemeletswe medumo mengwe e e kaiwang e sa amogelesege kwa mabitleng le kwa dintshong. Kgalemo e e dirilwe ke modulasetilo wa komiti ya baruti kwa Khudumelapye Rre Kgamane Mothupi kwa tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo kwa motseng oo bosheng. Rre Mothupi o kopile baruti ba dikereke le maloko a tsone ka go farologana go emisa medumo ya diletso, meropa le go opa diatla kwa mabitleng kana mo lesong. O tlalositse fa dikereke di ka dira jalo kwa kerekeng fa moswi a sena go tsewa kwa setsidifatsing. O tsweletse a supa gore kwa mabitleng le kwa lesong go a bo go kopane batho ba ditumelo ka go farologana. Rre Mothupi o kopile kemo nokeng mo malokong a dikereke ka go farologana go dirisana le bone e le komiti ya baruti. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Maduo ga a jese diwelang Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a re maduo a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro a a duleng bosheng ga a jese diwelang. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla mo Mochudi ka Laboraro mo phuthegong ya go ipaakanyetsa loeto lwa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, a supa fa dikole tse dikgololwane mo kgaolong ya Kgatleng di sa ntshe maduo a a nametsang. Rre Morolong a re go na le dikole di le lesome tse dikgolwane mo Kgatleng mme sekole se se tsereng maemo a ntlha ke Linchwe Junior Secondary School, se salwa morago ke Borwa mme go latele sa Ithuteng. A re e re le ntswa dikole tseo di tsere maemo ao ga se a a itumedisang fa di phadisanngwa le dikole tse dingwe lefatshe ka bophara. Modulasetilo wa khansele a re maduo ao ga a jese diwelang ka gore bana ba sekole le bone ga ba tsee thuto ka tlhwaafalo. A re ntle le seo, go goga motokwane ga bana ba sekole le ba ba santseng ba le kwa dikoleng tse dipotlana ga go itumedise ope. Rre Morolong o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao le gone go kgathala gore a mme ba ile sekoleng ka bangwe ba bone ba sa tsene sekole sentle. A re o santse a makadiwa ke go bona bana ba sekole se segolwane sa Molefi e le gone ba yang sekoleng mme nako ya dithuto e setse e simolotse. O kopile batsadi go nna matlho a bana go bona gore ba dira eng le gone go ba kaela mosola wa thuto, bogolo jang ka e le boswa jo bo sa lwelweng. Rre Morolong a re o santse a tshwenngwa ke bana ba sekole ba ba sailang kwa marekisetsong morago ga sekole mme a re seo se borai ka ba ka raelesega go dira dilo tse di duleng mo tseleng. O ne a kopa morafe wa Bakgatla go nna podi matseba ka metsamao ya bana le go rurifatsa gore tiro ya sekole e dirwa ka nako. Modulasetilo wa khansele o ne a tsibosa morafe ka ditlhabololo tse di dirilweng mo Mochudi le metse e mengwe ka lenaneo la go tokafatsa itsholelo (ESP) jaaka ba kgonne go aga matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Segale. Rre Morolong a re lenaneo leo le tsweletse ka go tsisa ditlhabololo mo dikoleng jaaka le tsweletse kwa sekoleng sa Seingwaeng kwa go tlaa agwang matlo a borutelo le ntlo ya morutabana. E re dikgang di eme jalo, o ne a tlhalosa fa mo ngwageng o o fetileng khansele e ne ya kopa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go koleka madi a dikgaolo tsa mapalamente gore ba kgone go aga leobo la kgotla kgolo ya Bakgatla mo Mochudi. A re go nna le seabe ga bone go tlaa thusa go kokoanyetsa leobo leo madi. Rre Morolong a re mo mading a ba neng ba a filwe a dikgaolo, metse e ne ya dira dikopo tsa go aga ditsela ka ditena fa bangwe bone ba kopile go aga mesele ya metsi. O ne gape a bolelela morafe fa tsela ya malotwane e tlaa baakanngwa mme ditsamaiso tsa go aba tiro eo di santse di tsweletse mme tsholofelo ke gore mo bogaufing tiro eo e simolole. Mogolwane wa thuto mo Kgatleng, Rre Kereng Koko a re go botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba thulanye ditlhogo go tokafatsa seemo sa thuto mo kgaolong le lefatshe ka bophara. A re barutabana ga ba kake ba kgona thuto ba le nosi mme ba tlhoka batsadi go rerisana ka bana go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Koko o ne a kopa morafe go nna le bokopano jwa batsadi le boeteledipele gammogo le lephata la thuto go bona gore tharabololo e ka nna eng. Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re ba setse ba simolotse go buisana le bana ba dikole e le tsela ya go araba selelo sa maduo a a kwa tlase. A re ba setse ba kopane le mogokgo wa sekole sa Molefi, mme ba buisantse le bone go tla ka ditsela tse di ka thusang go tokafatsa seemo sa thuto. Kgosi Sekai a re ba tlaa tswelela ba tshwara diphuthego tseo mo dikoleng ka go farologana go fitlhelela go nna le tharabologo le tokafalo ya maduo mo dikoleng. A re fa e le gore bana ke bone ba senang tsebe, sengwe se tshwanetse sa dirwa gore ba boele mo tseleng.ENDS education 4 Nata e tla nna kgaolo potlana Mokwaledi wa kgaolo ya Legare, Rre Gaolathe Dipholo a re fa seemo sa madi se letla, e tlaa re ngwaga o o tlang motse wa Nata o fetolwe go nna kgaolo-potlana. Mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele, Rre Dipholo a re e re ka kgaolo ya Tutume e le bophara, ba bone go tshwanela go fa Nata maemo a ntlha go tlhongwa kgaolo-potlana go atametsa ditirelo kwa bathong. O tsweletse a supa fa motse wa Nata o tshwanelwa go ka tlhongwa ka o fa gare ga metse e mengwe e e mo kgaolong eo le dipalo tsa batho ba ba mo kgaolong eo di kwa godimo thata go ya ka dipalo tsa batho tsa 2011. A re mo nakong eno, Nata o santse a thusa batho e le service centre. Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ishmael Mokgethi o supile fa a sa amogele mogopolo wa go godisa kgaolo eo, a re o kopa gore bogolo ba ka bo ba ne ba tsholetsa Tutume go nna kgaolo pele fa ba akanya go dira Nata kgaolo-potlana. A re gape se se tshwenyang thata ke gore dikgaolo tseo fa di tlhongwa di ngatha didirisiwa le babereki mo kgaolong eo mme e sale e le letlotla. Bangwe ba makhanselara ba ne ba kopa gore go fefogelwe kgang eo gore ba kgone go akola ditirelo ka ponyo ya leitlho. Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Phillip Makale o lebogile mokwaledi gammogo le modulasetilo wa khansele ya Legare go bo ba tsisitse morero mo go bone pele, a re seo ke tshwanelo e bile ke tlotlo go lemoga boleng jwa bone gore dikgang di simolole ka bone pele ga di ya kwa setshabeng. society 9 Pholo o dirisa matlakala go dira mekgabisa E re ka puso e tshwenngwa ke tikologo e e leswe e bile e rotloetsa batho go boloka matlakala, Rre Joseph Pholo yo o tsaletsweng kwa Sefhophe ka 1982 e bile a goeletse teng o itshetsa ka go boloka matlakala go a dirisa go dira mekgabisa. Mo potsolotsong le ba BOPA, o supile gore ene ga a a itewa letsogo ntswa a tshotswe ka nako e thuto ya lefatshe leno e tlhabologileng e bile e le mahala. A re se se mo gwetlhile gore a itsose mo botshelong ka a ne a sa bereke mme a itshwaraganya le ba thuto ga e golelwe kwa toropong ya Selebi Phikwe go ithuta botsipa jwa go inamola mo lehumeng ka go itirela ka diatla. O tlhalositse gore e ne ya re ka 2016 a simolola dithuto tsa gagwe tsa go fetolela matlakala mo mokgabiseng le go dira jeme ya surunamune le lerotse. A re o tsere ngwaga mo dithutong. Mo go tsa matlakala o supile fa a ithutile go dirisa dipampiri tse dikgologolo a di kopantse le metsi a a fisang go dira mmopa o a bopang mekgabisa mme dipampiri tseo bontsi jwa tsone o di tsaya kwa kgotleng ya Sefophe kwa a boneng thotloetso ya go bereka ka natla go supa bokgoni jwa gagwe. O ne a supa gore ntswa theko ya mekgabisa ya gagwe e se kalo e e leng megopo le dikantini tsa malele tsa mo dikamoreng kgotsa diofisi ga a ineele ka batho ga ba ise ba tlwaele bodiri jwa gagwe mme o dumela gore lengwe la matsatsi ba tlaa dumela fa mekgabisa ya gagwe e le pharologanyo e bile e le ya tlhwatlhwa. A re o godisa kgwebo ya gagwe ka go bapatsa le go rekisetsa banni ba Sefophe, Selebi Phikwe le ba ba mo kgwebong ya boroko. A re gape o na le maikaelelo a go tsenelela ditshupo ka seo se ka dira gore a bereke le ka natla ka a tlaa bo a gaisana le bataki ba bangwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Balemi ba kgothadiwa go ipaakanyetsa ditshupo Balemi barui ba kgaolo ya Mahalapye gammogo le bagwebi ba kopiwa go ipaakanyetsa ditshupo tsa temo-thuo tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe go tsena e le masome a mararo. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Tsholofelo Ntlhaga, o boletse mo potsolotsong gore le ntswa ditshupo tseo di tshwanetse go tsenwa ke metse e le masome a mabedi le bone o tshwenngwa ke gore balemi-barui bangwe le bagwebi ba sa ntse ba goga dinao go isa disupiwa kwa ditshupong tseo. Rre Ntlhaga o tsweletse ka go kopa balemi-barui le bagwebi ba kgaolo ya Mahalapye go ipaakanyetsa ditshupo tseo,ka e le tsone tse di ka ba thusang go bapatsa dithoto le go abelana megopolo ka dikgwebo tse ba inaakantseng le tsone. A re mo metseng e le msome a mane e e welang kwa kgaolong ya selemisi ya Mahalapye Bophirima, ke Tewane fela o o kgonneng go ntshetsa ditshupo tsa monongwaga madi fa metse e le masome a mabedi le boraro go balelwa Mahalapye le Shoshong e ise e kgone go ntsha madi ao. Rre Ntlhaga o tlhalositse fa dikgaisano tsa mmabontle wa ditshupo tsa monongwaga di tlaa tshwarelwa kwa Shoshong kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro,mme a bolela fa bagolo ba tlaa tsena masome a mabedi a dipula fa bana bone ba tla tsena dipula tse some. O kgothaditse balemi-barui go itshwaraganya le balemisi ba dikgaolo tsa bone mabapi le go ikwadisetsa go isa disupiwa kwa ditshupong tseo,tse go iseng go tlhomamisege gore di tlaa bulwa semmuso ke mang. A re e le ba komiti ya kgaolo ba dumelane mo dingwageng tse di fetileng gore metse e metona jaaka Mahalapye le Shoshong e ntshetse ditshupo tsa kgaolo P1 000 fa metse e e latelelang eo jaaka Mookane, Kalamare le Mmaphashalala yone e ntsha P500 mme e mebotlana yone e tshwanelwa ke go ntshetsa ditshupo tseo P200 ngwaga le ngwaga. economy_business_and_finance 3 Banana ba iphitlha ka monwana Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, a re ga a itumedisiwe ke banana ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala ba ba sa tsibogeleng go tsaya mananeo a ba a diretsweng ke puso go itshetsa. Fa a buisa diphuthego mo metseng ya Tswapong bokone bosheng, Rre Maele o boletse fa go le gantsi banana ba ntsha mabaka a a lolea a gore ke eng ba sa tsee mananeo a bone mme seo e le maipato fela a go sa batleng go dira se puso e se ba kopang. Rre Maele yo ebileng gape e le mopalamente wa Lerala/ Maunatlala a re gangwe le gape banana bogolo jang ba kgaolo ya gagwe ba ntsha mabaka a tshwana le a gore dipampiri tse di tladiwang fa ba ikopela mananeo di ba retelela go di tlatsa fa bangwe ba kgona go ntsha mabaka a gore ga ba na madi a dipalamo mme seo se supa fa ba sa tlhoafala. A re o lekile ka bojotlhe jo a ka bo kgonang go neela banana ba kgaolo ya gagwe tsotlhe tse ba neng ba di kopa di tshwana le go ba neela madi a dipalamo le gone go ba batlela thuso ya go tlatsa dipampiri tsa ikopelo ya mananeo a banana mme maiteko otlhe a retela. Rre Maele o boletse fa banana ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala ba le maoto a tshupa go ikopela mananeo a bone mme seo se sa itumedise ka puso e ba lekela ka e dirile mananeo a le mokawana a a itebagantseng le bone. O ne a ikuela mo bananeng go tsibogela mananeo a bone ka e se a sennelaruri. A re go na le mananeo a a kileng a nna mme Batswana bangwe ba santse ba batla a boela ka ba ne ba nna maoto a tshupa a santse a le mo tirisong. O boletse fa mo nakong ya gompieno mananeo ao a nnile le nako ya one mme a tloga a emisiwa ga simolola a mangwe. Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a rolela banni mafoko a ga Tautona a tekodiso ya setshaba. A re Tautona o ne a bolela fa itsholelo ya lefatshe leno e tokafala mme go sa ree gore e setse e le mo seemong se e neng e le mo go sone pele ga kwelotlase ya itsholelo. A re mo go tse dingwe Tautona o ne a re o tshwentswe ke letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno mme puso e tla a dira ka bojotlhe gore Batswana ba ba sa boneng ditiro ba kgone go di bona kana ba bone mo ba ka itshetsang ka gone. O tsweletse a re ga a robatswe ke kgang ya motlakase o o iseng o tsene mo metseng e le meraro e akaretsa Moremi, Mokungwane le Manaledi mo kgaolong ya gagwe. A re ga go ise go nne le thulaganyo e e leng teng ya gore go tla a tsenngwa motlakase mo metseng eo mme o tla a kopana le tona o o lebaganeng le kgang e go bona gore go ya pele go ka dirwa jang education 4 Badiragatsi ba kopilwe go itsetsepela Mmino wa polka o tlotlomaditse ngwao ya Kgalagadi ka o setse o oka le bajanala tota. Se, se boletswe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto kwa Tsabong bosheng jaaka ditlhopha di le lesome le bosupa tsa mmino wa polka di ne di iteisana borathana go ipaakanyetsa go ipaakanyetsa makgaola kgang a dikgaisano tsa malatsi a ga tautona. Molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o tlhalositse fa mmino wa polka o simolotse go tlhagelela mo dikgaisanong tsa malatsi a ga tautona ka 2011 ka ditlhopha di le nne fela mo kgaolong eo, a kaya fa mo ngwageng ono mmino oo o godile thata ka ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di le lesome le bosupa. O kaile fa maikaelelo magolo a dikgaisano e le go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng e e farologaneng ya lefatshe leno. Mme Mosala o supile gape gore dikgaisano di dirile phetogo e ntsi thata mo bananeng ka ba sa tlhole ba gobea mo mebileng jaaka pele. O gakolotse ditlhopha go ema tse dingwe nokeng le go tsaya malebela mo go tsone ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng mmino wa bone. Leloko la Ngwao Loshalaba Association, Rre Keith Bafenyi o kgothaditse ditlhopha go dira maitiso gore ba ikokoanyetse madi gammogo le go godisa mmino wa bone. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona, Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o tlhalositse fa go na le mokgatlho o badiragatsi ba ikwadileng mo go one, o ka one ba tla a kgonang go duelelwa dipina tsa bone tse di lediwang mo seromamoweng sa setshaba. Setlhopha sa mmino wa Polka sa Gareng ga Dithota sa Khawa se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa lomiwa serota ke sa Trek e Ding sa Vaalhoek, a boraro a gapiwa ke ba Speel ga Nog go tswa kwa Bokspits fa a bone a tserwe ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa Stuizendam. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Mochudi Bophirima ba a iphesa lick to see more pictures Borre ba ba ikaelelang go emela ditlhopho tsa bopalamente kwa Mochudi Bophirima ba kopile banni ba kgaolo eo go ba fa sebaka sa go tlhabolola metse ya bone ka tlhopho. Borre Alfred Pilane yo o ikemetseng, Mmusi Kgafela wa Botswana Democratic Party (BDP), Tona Mooketsi wa Umbrella for Democratic Change (UDC), Lt Col Stephen Linchwe wa Alliance for Progressives (AP) le Gilbert Mangole wa Botswana Movement for Democracy (BMD), ba kopile jalo mo thulaganyong ya ngangisano ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tlang. Rre Mangole, yo e leng mopalamente wa kgaolo, o supile fa a tlaa tlhomamisa gore kokelo ya Deborah Retief Memoral (DRM) se nna karolo ya ditoga-maano tsa setshaba (NDP) fa a ka busediwa kwa palamenteng. Fa a bua ka maiteko a gagwe a bopalamente mo kgaolong, Rre Mangole a re DRM e ne e tsentswe mo toga-maanong ya bosupa (NDP7), e bile e abetswe madi, mme ka maswabi madi a ne a isiwa gosele go sena tlhaloso. A re ene le Rre Molebatsi, yo e leng mopalamente wa Mochudi Botlhaba, ba dirile maiteko a go kgobokanya madi a go agela Bakgatla leobo mo kgotleng kgolo ya Mochudi. “Leobo le le tlhoka P15 million go agwa, mme ka maiteko a rona le makhanselara, re setse re kgobokantse P3 million, e bile ke tlhomamisa gore fa ke boela kwa palamenteng, leobo re tsile go le fetsa,” ga tlhalosa Rre Mangole. O ne a supa gore fa e sa le e nna mopalamente, o tlhomamisitse gore metse yotlhe e e neng e saletse morago ka kanamiso ya motlakase mo kgaolong e gokelwe motlakase. “Kabo ya lefatshe gore go agwe mmolo wa Pilane ke nna ke neng ke eme ka dinao e le gore goromente yo o lebaneng le kabo ditsha o leka maretshwa a go gana ka lefatshe,” a tswelela. Rre Mangole a re o ipela ka go re ke ene a dirileng gore mabeelo a leokwane la setshaba a seka a fudusediwa Francistown jaaka go ne go rulagantswe ke puso. “Ke kopa gore le mpusetse kwa palamenteng Bakgatla ke tle ke lwantshane le gore tsela ya Malotwane e dirwe ka ke yone e bileng e ka thusa mosuke wa A1,” go bua Rre Mangole. Rre Kgafela wa BDP ene a re bukana ya bone ya maitlamo e dirilwe go sena go rerisanngwa le Batswana, ka jalo, e tshwere maikutlo le ditharabololo tse Batswana ba di batlang. “E bile gape maitlamo le maikaelelo a Vision 2036 le NDP 11 a mo bukaneng e,” a tlhalosa. O ne a supa fa Batswana ba tshwanetse go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong. “Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le go golo,” Rre Kgafela a tlhalosa. O ne a supa gape fa a itlama go bereka le Tautona Masisi go lwantsha tshwenyetso setshaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe. A re ene o batla go dira go tlala ka diatla a tlhabololae Bakgatla le lefatshe, mme se o batla go se dira le makhanselara a phathi ya gagwe. O ne a supa gore ene ga se motho le go tshephisa magodimo ka go bolelela Bakgatla gore o tsile go dira meleko kwa palamenteng, e bile ga a batle go ipala ekare o tlaa kgona a le nosi. Rre Kgafela o supile fa a tsile go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe. “E bile Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho,” a tlhalosa. O ne gape a itlama go bereka le banana gore ba anywe mananeo a puso le go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang ga mmogo le go ba rotloetsa gore ba seka ba phuaganya mo tseleng. Rre Kgafela o ne a supa gore dipego tsa gore kokelo ya DRM e agilwe ke Dutch Reformed Church e se boammaaruri, mme boammaaruri ke gore se agilwe ke Bakgatla. Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa AP Lt Col Stephen Linchwe o supile fa a ikaegile ka matshego a le mararo. A re letshego la ntlha ke go dira sengwe le sengwe mo pontsheng le go dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe a a sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi. “Mo malatsing a a lekgolo a ntlha re sena go tsaya puso, re solofetsa gore makalana otlhe a a lwantshang borukutlhi le a a sekasekang tsamaiso a tlaa bo a ikemetse ka bonosi,” ga rialo Lt Col Linchwe. A re labobedi ke botsogo ka balwetse botlhe ba Kgatleng ba fetisediwa kwa Gaborone ka DRM e sa tlhole e berekafela sentle. “Sa boraro ke thuto le pabalesego ya bana ba rona,” a tlhalosa. A re go a swabisa go bona bana ba bannye ba ya dikoleng maphakela mo fifing, go sena dipone le gone go nna teng ga mapodisi. A re e le ba AP, fa ba tsaya puso ba itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira ofisinyana ya sepodisi gore mapodisi a kgone go bonala. Lt Col a re sengwe le sengwe se ikaegile ka lefatshe mme ka Batswana ka bontsi ba sena lefatshe, botshelo jwa bone bo eme golo go le gongwe. A re phathi ya AP e eletsa go tsisa Botswana yo mosha mme maikaelelo a, a ka diragadiwa ke Batswana. Rre Mooketsi wa UDC a re o eletsa go tsisa diphetogo mo matshelong a Batswana, fela jaaka ba itlamile ka bukana ya bone ya maitlamo. “Rona re itebagantse le dikgwetlho tsa Batswana e bile re ba solofetsa gore re tsile go sekaseka molao wa perako re be re tsenya tsetla e e amang tiro ya sennela ruri, re re madi a kamogelo a tshwanetse go simolola fa go P3 000 go ya kwa godimo,” a rialo. A re e le ba UDC, ba tsile go okeletsa bagodi madi go ya kwa go P1 500 gore ba kgone go itshetsa. O supile fa ba tsile go fetola thuto ka go tlhomamisa gore bana ba simolola go rutwa kwa dikoleng ka tiriso ya maranyane a dikhomputara. “Bana ba basetsana bone re tlhomamisa gore re tsile go ba abela mesangwana gore ba seka ba sokola,” a tswelela. A re o eletsa gore a fiwe tlhopho a ye palamenteng gore a tle a kgone go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe la Mmamashia le Ramodibe. Rre Mooketsi a re lefatshe le ba eletsa gore e nne la madirelo mme gape le ditsha tsa bonno di nne teng. “Puso ya UDC e itlamile go dira ditiro di le 100 000 mme ke eletsa gore bontlha bongwe jwa tsone di nne mo Mochudi Bophirima,” a rialo Rre Mooketsi. A re toropo ya Gaborone e feletswe ke lefatshe mme selo se e ka nna monyetla wa kgaolo ya gagwe go dirisa lefatshe go tlhama dikgwebo le mebereko. Rre Alfred Pilane, yo e leng moema nosi, o supile fa kgaolo ya Kgatleng e na le dikgwetlho tse dintsi, mme a eletsa gore batlhophi ba mo lekeletse ka a na le dikakanyo tse disha. A re kgwetlho e tona ke go re Bakgatla ga ba na Kgosi ka a lelekilwe ke puso mo lefatsheng, mme go tlhokega tharabololo e e tsepameng. “Re na le lebala la ditshupo le le tonatona mme ga le dirisiwe,” go supa Rre Pilane. politics 7 Kgosi Malope o bolotsa letsema Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o boloditse letsema. O dirile jalo kwa phuthegong ya kgotla beke ee fetileng, a tlhalosa gore ke tlwaelo ya Bangwaketse gore e re fa ngwaga o tloga o fela, go bolodiwe letsema gore morafe o ye go lema. O tlhalositse fa kwadiso ya manyalo e tlaa ema kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le mararo. Kgosi Malope II o tlhalositse gape gore o tswaletse ditsheko tse disha. O tlhalositse fa ditsheko tse di tsweletseng tseo di tlaa emisiwa Morule a tlhola malatsi a le mararo. Kgosi o buile fa ditsheko le manyalo di tla a bulelwa kgwedi ya Hirikgong e le malatsi a le lesome le boraro ngwaga oo tlang. O tlhalositse gore fa a re manyalo a tla a tswalelwa ga a reye gore beng ba manyalo ga ba kake ba keteka ditseo tsa bone tse di setseng di pegilwe. Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o kopile morafe go rapelela pula. O itsisitse morafe fa go tla a nna le batho bangwe ba ba tlaa tsamayang le motse wa Kanye ba rapelela pula ka jalo o kopile morafe go ba amogela ka diatla tsoopedi. Kgosi o ne gape a tlhalosa fa molao wa leruo le le sailang mo mebileng o setse o le mo tirisong ka jalo a gakolola morafe go le ntsha mo motseng e sere gongwe ba lela sa khuranyo ya meno. Kgosi o tlhalositse fa beng ba leruo le le gapilweng ke khansele ba tlaa le golola ka madi. A re molao o o tla a dirisiwa kwa Kanye le Moshupa ka ke yone e e supileng fa leruo le le sa tlhokomelweng le ba tshwenya. “Ke lo kopa ka tsweetswee gore lo tsoseng diterata lo disetseng mo merakeng e seng mo motseng ka loruo lwa lona lo senyetsa ba bangwe,” ga bua Kgosi Malope. Fa a tswa la gagwe Kgosi wa motse wa Mmathethe Kgosi Daniel Mathiba a rotloetsa morafe go ititaya ka thupana go isa leruo merakeng a tlhalosa fa le eja metseto ya bana mo metseng mme se le bakele bolwetsi jwa mabele le bo le bona tlhwatlhwa ee kwa tlase kwa matlhabelong. Kgosi Mathiba gape o kopa morafe go itisetsa leruo la bone go thibela bogodu. Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o rotloeditse banna go dira loaro la borre ka dipalo tsa ba botsogo di supa fa ba le maoto a tshupa go dira jalo. Kgosi gape o buile fa go supagala fa botlhoka tsebe jwa bana bo ile magoletsa ka jalo a kopa morafe go kgalemela bana ba bone nako e sale teng e seng jalo batla a thanya le le tsebeng. Ralekgotla wa kgotla yoora Ntwayagae mo Kanye Rre Pulafela Ntwayagae o gateletse gore bana ba kgalemelwe ka ke bone baeteledipele ba kamoso. Are bana ba tshwanetse go supegediwa tsela fa ba fapoga. O kopile batsadi go lesa go mpampetsa are go dira jalo ke go itshenyetsa bana. Erile a ntsha la gagwe Mothusa kgosi ya Moshupa Kgosi Kwelagobe Mookodi a kopa batsadi gore ba ise bana ba bone kwa kgosing gore ba alafiwe ka thuba fa ba dule mo tseleng. A re botlhokatsebe bo fokotsegile kwa Moshupa ka jaana batsadi, barutabana le ba bogosi ba bereka mmogo go alafa bolwetsi jwa botlhokatsebe ka thupa. politics 7 Bomme ba gakololwa go bega mathata Bo mme ba kgotla ya Botshabelo ba tsibosiwa go bega mathata a ba kopanang le one mo malapeng ka seo e le go ikgokgontsha le bana, se se builwe ke mookamela mapodise a Botshabelo mme Gothusamang Badubi mo thuto-seka-dipuisano e e neng e tshwerwe go rutuntsha basadi. Fa a tswelela mme Badubi a re, bomme ba na le dikgang tse di ba tshwenyang di ama bana mme di dirwa ke borre ba batshelang le bone ka ba inyadisitse mme seo se dira gore go nne thata go bega dikgetsi ko go ba molao. O ne a supa gore ba tshwenngwa ke dikgang tsa thubetso a tlhalosa gore ka ngwaga wa 2015 ba nnile le dikgetsi tsa molato o di le masome a mane (40) tse di amang bana ba ba basetsana ba dingwaga tse di supa di akaretsa le bagolo, mme tsa tiriso ya bana ba ba dingwaga tse di kotlase di le some (10). O ne gape a supa gore batsadi ga ba tsenye letsogo mo kgodisong ya bana ba bone ka nako e ntsi ka gore go supafala fa bana ba tlhola mo mekgwatlheng fa bosigo ba bonwa ba eme le borre ba ba tona mme seo se a thobaetsa mo itshireletsong ya ngwana wa mosetsana. O ne a gakolola batsadi go fetola mokgwa o ba godisang bana ka one jaaka go emisa go faapaanya bakapelo fa pele ga bana le go inyadisa ka seo e se molao motheo o o siametseng kgodiso ya ngwana e bile e se ngwaoya Setswana. Faa ntsha la gagwe mogolwane kwa lephateng la tsa bong mme Particia Masasa a re, puso e eme basadi nokeng ka ditsela tsotlhe mme ba dirise ditshono tse o go itlhabolola le go inonotsha mo go tsa kgwebo le go thusa go kabakanya itsholelo. O ne a kopa bomme go ipona e le batho mo sechabeng, ba emise go inyatsa gore ba ka se kgone sepe ka seo se ka busetsa maiteko a puso ko morago. O ne a gakolola basadi go emisa go itira di dirisiwa tsa borre jaaka go gweba ka mmele ka mme ga a thodiwa ke Modimo antse jalo mme a tlhodilwe e le moeteledipele e bile a le lorato. O ne gape a ba gakolola go tsaa thuto ka thwaafalo, ka motho fa a rutegile o na le isago e phatsimang ka a tsaa ditshwetso tse di maleba e bile a na le thata le kgololesego ka botshelo jwa gagwe. Mme Masasao ne a gatelela gore basadi ba tsee maikarabelo a botsogo jwa bone ka mogare wa HIV o ama bomme thata go feta borre mme seo se ka fokotsega ka go nna le maikarabelo a go fokotsa baka pelo le go dirisa sekausu ka nako tsothe le go emisa go inyadisa. Mokhanselara wa kgaolo eo mme Tlhabologo Sethuba o ne a lebogela bontsi jo bo neng bo tshologetse thuta-seka-dipuisano eo ka se se supa fa basadi ba nyoretswe kitso le tlhabologo, mme a tlhalosa gore basadi ba tshwanetse go rutana. O ne a kopa batsadi go sala metsamao le thuto ya bana ba bone morago ka kgodiso ya ngwana ga se ya morutabana a le nosi mme le batsadi le bone bana le seabe se segolo e bile e le bone ba ka betlelang bana ba bone isago e e Botoka ka go tsenya letsogo. crime_law_and_justice 1 Batsadi ba rotloediwa go emela bana ka dinao Batsadi ba kopile go emela bana ba bone ka dinao go itsa gore ba tlhakanele dikobo ba sale ba botlana. Fa a tlhalosa mo thapedisong kwa sekoleng se sebotlana sa Omaweneno, moruti wa kereke ya Bethlehem City of Christ in Haven (BCCH) e bile e le mokhanselara wa Omaweneno, Kisa le Maralaleng, Mme Elizabeth Ntwaetsile a re go lemosega fa bana ba tlhakanela dikobo ba sale ba botlana mme se se ba tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke HIV/AIDS gammogo le boimana jo bo sa ipaakanyediwang. Mme Ntwaetsile a re maduo a supa fa seemo sa boimana le mogare wa HIV /AIDS mo baneng se ile magoletsa mme a tlhalosa fa se se ka tswa se bakiwa ke gore ba tlhakanela dikobo ka bo bone kana bangwe ba dirisiwa ke bagolo. O tlhalosa fa seemo se amile bana go simolola ka dikole tse di potlana go ya kwa go tse dikgolwane ka ba lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole ka ntlha ya boimana di le kwa godimo. Molaodi wa Tsabong, Mme Peggy Kutlase o supile fa seemo sa boimana jwa bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa se ile magoletsa fela thata. A re mo setlheng seno go gatisitswe dikgang tsa boimana jwa bana di le lesome le boferabobedi go simolola ka Moranang go fitlhela ka Seetebosigo. Mme Kutlase a re dikgang tsa bana ba ba tlogelang sekole tsone go gatisitswe di le masome a mabedi le bosupa, mme mo go tsone tse di masome a mabedi ke tsa bana ba motse wa Kokotsha. A re se se dirwa ke gore batsadi ba metse e e bapileng le dipolase e akaretsa Kokotsha , Werda le Hereford ba bereka mo dipolaseng jalo bana ba tlogela sekole go ba latela mme borre ba fitlhe ba ba dirise mo go tsa tlhakanelo dikobo ka bone ba bona basadi e seng bana ba sekole. Mme Kutlase a re bana ba ba amegang thata ke ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro. A re le ntswa dikgang tsa boimana jwa bana dile kwa godimo dingwe ga di begelwe ba sepodise ka gonne go gatisitswe dikgang dile pedi fela tsa go dirisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase. Mokhanselara o supile gape fa bana ba tsamaya dibara ba sale bannye mme a re o ipotsa gore fa go diragala jaana batsadi ba a bo bale fa kae, a tlhalosa fa selo seo ele go tlhoka boikarabelo ga batsadi. Mme Ntwaetsile a re ditiro tse di sa amogelesegeng tse di diragala fela mo matlhong a batsadi bangwe mme ba seke ba begele ope ka jalo a supa fa le bone ba le molato fela jaaka ba ba tlhakanelang dikobo le bana. O kopile setshaba kakaretso go nna le seabe mo go sireletseng bana ka ele bone bagogi ba lefatshe leno ba kamoso. Mokhanselara a re batho ba supa puso ka monwana fa maduo a thuto a wela tlase ntswa ele bone ba ba rotloetsang seemo se. A re go tlhakanela dikobo le bana ba sekole go senya lenaneo la bone la go ithuta ka se se dira gore ba nne ba akantse tse di ba diragalelang. O boletse fa go na le menahune ya gore go nale mowa wa bo Satane o o setseng o o jwelelang mo baithuting ka jalo a rotloetsa setshaba go ikela tlhoko fela thata gore ba seka ba felela ba amilwe ke se.Bokhutlo health 6 Rekegelang tikologo - Mosadi Go bolelwa fa Batswana ba bogologolo ba ne ba itse go somarela tikologo, ba itse fa go sa rengwe ditlhare dingwe jaaka mokgalo le mosetlha ka nako e e rileng. Mafoko a, a boletswe ke kgosikgolo ya Balete, Kgosi Mosadi, fa a ne a amogela batsena thuto-seka-dipuisano ya phetogo ya loapi, e e neng e rulagantswe ke ba Kalahari Conservation Society. Kgosikgolo o supile fa Batswana ba ne ba rema ditlhare ka go di kgaola, gore di tle di kgone go tlhoga gape, a bo a bolela gape fa tsela e ne ya fapoga fa ba sena go tsaya boipuso; batho jaanong ba bo ba simolola go tsietsega. Kgosi Mosadi o boletse gore mo bosheng mo kgaolong ya ga Malete ba ne ba tswa letsholo la go tsena mo kgaolong go lekola mafelo a tlholego jaaka Lentswe la Baratani mme ba fitlhetse a leswefatsa fela thata. O tlhalositse fa ba fitlhetse batho ba itirela jaaka ba rata mo mafelong ao, a bua jalo a lebile Lentswe la Baratani, le a boletseng fa kwa go lone bontsi jwa batho ba ba fitlhetseng e le batho ba dikereke tse di farologanyeng, e bile ba tswa kwa mafelong a a farologanyeng a lefatshe leno, a tlatsa ka go supa fa mo go bone go ne go le Molete a le mongwe. E rile a tswa la gagwe, Dr David Lesolle, a tlhalosa fa maikaelelo e le go lemotsha batho ka phetogo ya loapi le gore e ba ama jang. Rre Lesolle o tlhalositse fa mo Botswana go supagala fa lefatshe le thuthafala, mariga a sa tlhole a le bogale thata; fa dipula tsone di sa ne ka nako e e tshwanetseng. A re dipula tse di gosomanang le tsone di oketsegile, fa malwetse a malaria o ne a bonala mo dikgaolong tse a sa tlwaelesegang mo go tsone. O boletse gape fa tse di dirwa ke gore batho ba kgotletse loapi ka go tshuba naga le gone go remakaka ditlhare. Dr Lesolle o boletse fa phetogo ya loapi e ama tsotlhe ka sengwe le sengwe se felela se fetoga; ka jalo se batho ba ka se dirang ke go amogela diphetogo tse kana go emisa tsotlhe tse di ka kgotlelang loapi. E rile ba mo kgwa kgaba, batsena thuto-seka-dipuisano eo, ba tlhalosa fa ba itemogela phetogo ya loapi, ka jaana go na le mogote o o feteletseng, dipula tse di boutsana le go nyelela ga ditlhare dingwe. Ba tlhalositse fa pula le yone e na morago ga nako, mme Batswana ba sa ntse ba tsiediwa ke phetogo e, mme ka jalo go tlhoka gore ba rutwe thata ka dilo tsa go nna jaana, gore ba tle ba kgone go itepatepanya le diphetogo tse di teng. BOKHUTLO environment 5 BCP ga e gane bokopano jwa diphathi - Saleshando Moeteledipele wa Botswana Congress Party, Rre Dumelang Saleshando o ganeditse magatwe a a buiwang ke bagolwane ba phathi ya Umbrella For Democratic Change a gore phathi ya gagwe e kgatlhanong le mogopolo wa go kopana ga diphathi tsa kganetso. E rile a buisa phuthegong ya phatlalatsa kwa Mahalapye go kopela bontlhopheng ba bopalamente ba dikgaolo tsa Mahalapye Botlhaba le Bophirima tlhopho mo batlhophing ba dikgaolo tseo bosheng, Rre Saleshando yo e bileng e le ntlhopheng wa bopalamente jwa kgaolo ya Gaborone Legare a bolela fa go le maswabi go utlwa bagolwane ba phathi ya UDC le Botswana National Front ba bolela fa phathi ya gagwe e ganne bokopano ntswa BCP e kopane le diphathi tsa Botswana Independence Party, Botswana Progressive Union le Botswana Socialist Party. Rre Saleshando o boleletse batsena phuthego eo gore fa ba eletsa go ikinola mo lehumeng ba tshwanetse go tlhopha Botswana Congress Party mo ditlhophong tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno ele masome a mabedi le bone. A re nako e gorogile ya gore Batswana ba dire diphetogo mo ditlhophong tsa monongwaga ka go tlhopholola phathi ya Domkrag ka jaana e paletswe ke go tokafatsa seemo sa thuto, go tswakanya itsholelo, go direla banana ditiro, go tokafatsa seemo sa botsogo mo dikokelwaneng le go tlhabolola matshelo a Batswana mo dingwageng tse di masome mane le boferabobedi phathi eo e ntse e busa. Rre Saleshando o rile fa phathi ya gagwe e ka neelwa sebaka sa go busa e tla itebaganya le go lwantsha seemo sa letlhoko la ditiro ka go simolodisa madirelo a a tlhatswang letswai le le tswang kwa Sua-Pan, go rethefatsa diteemane tse di tswang kwa meepong ya Orapa le Jwaneng tse a tlhalositseng fa di romelwa kwa Aferika Borwa le Zimbabwe go ya go direla banana ba mafatshe ao ditiro ntswa banana ba lefatshe leno bone ba kaila mo mebileng. E rile a itebaganya le kgang ya gore fa diphathi tsa kganetso di ka neelwa sebaka sa go busa di tla a tsaya kae madi a go tsamaisa ditiro tsa lefatshe leno, a kopa Batswana go lemoga fa tautona wa ntlha wa motho montsho kwa Aferika Borwa, Rre Nelson Mandela a busitse lefatshe leo a tswa mo kgolegelong mme a kgonne go le busa fela sentle ka thelelo. A re puso e tshwanetse go itebaganya le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno le go tlhabolola seemo sa thuto ka go rutela banana dithuto tse di tswakantsweng le ditiro tsa diatla tse ekareng kgabagare ba kgona go itshetsa ka tsone go na le go baya fela mo pusong. Dibui ka go farologana di akaretsa Rre Maina Kgopo, Rre Tumo Tumo, Rre Phillip Peloyame, Rre George Andreck, Rre Ernest Nthobelang ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba le Rre David Tshere ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima di kopile batlhophi go ba tlhopha le makhanselara a bone mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. BOKHUTLO politics 7 Ditlhabololo di saletse kwa morago-Kgosi Bampusi Kgosi Rapula Bampusi wa kgotla ya Riverside kwa Maun a re ga a jesiwe diwelang ke ditlhabololo tse di saletseng morago mo kgotleng ya gagwe. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, kgosi a supa fa ditsela tse di mo kgotleng ya gagwe di le mo seemong se se ngomolang pelo, bogolo jang fa dipula di tshologile. Kgosi o tlhalositse fa kgotla ya gagwe e agilwe mo lotshitshing lwa noka ya Thakamalane, ka jalo metsi otlhe a pula a a elelang a tswa bophirima jwa motse a ralala kgotla ya gagwe go kgokologela mo nokeng. A re ga go na dikholobete tse di lekaneng tse di fetisetsang metsi ao kwa nokeng mme a felele a tlala mo malwapeng a batho fa dipula di na ka mashetla. “Fa pula e nele thata dikoloi tse dinnye di tshwana le mebotorokara ga di kgone go ralala metsi a, mme go kgone go feta dikoloi tse ditona fela, ka jalo mesepele ya batho bao le ditiro tsa bone di a ema,” ga bua Kgosi Bampusi. E re ka kgotla ya gagwe e bapile le marekisetso, o tlhalositse fa banni ba kgotla ya gagwe ba tshwenngwa ke dirukutlhi tse di ba emelang mo mekgwatheng bosigo ba ba amoga dithoto ka go bo go sena dipone tsa mekgwatha mme dilalome tseo di iphitlhe mo lefifing. O tlhalositse fa go sena ka fa go ka tsenngwang dipone tsa mekgwatha mo ditseleng tsa kgotla ya gagwe ditsela di ise di tshelwe sekontere. Kgosi Bampusi o ne a tlhalosa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse le yone e ka seke e kgone go leka go dira dikholobete tse di ka thusang go fetisa metsi a pula, pele ga ditsela di ka tshelwa sekontere ka go dira jalo e tlaa bo e le ditshenyegelo ka di tlaa ntshiwa fa ditsela di tshelwa sekontere. O ne a tlhalosa gape fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mo kgotleng ya gagwe mme seo se ame dikgwebo le madirelo. “Bangwe ba felela ba anwa metsi a a tswang mo nokeng mme go bee matshelo a bone mo diphatseng,” ga bua Kgosi Bampusi. O ne a ikuela mo khanseleng ya Bokone Bophirima go tsibogela matshwenyego a kgotla ya gagwe ka bofefo mo lenaneong la madi a dikgaolo a P10 million. BOKHUTLO politics 7 Letlole la madi a dijo la COVID-19 le kgaritlhegile Mogokaganyi wa letlole le le rekelang Batswana dijo go ba inola mo manokonokong a bolwetse jwa COVID-19, Rre Gabriel Seeletso a re P114 million yo a neng a beetswe dijo o setse a fela, fa P18 million wa go reka letlhafula le ene a kgaritlhegile. Fa a lekodisa setshaba Motsheganong a le 14, mogokaganyi wa lenaneo go tswa kwa Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, a re mo bogompienong malwapa a le 487 047 a setse a sekasekilwe lefatshe ka bophara. A re mo palong e e setseng e sekasekilwe malwapa a le 371 390 a dumeletswe go thusiwa, mme mo nakong eno go setse go thusitswe malwapa a le 317 787. Rre Seeletso a re go bonala gore tiro ya go thusa ba ba amegileng e santse e saletse kwa morago. O tlhalositse gore jaaka dikhansele di le lesome le borataro, di le lesome le boraro di kgonne go anamisa dijo mo selekanyong se se fa gare ga 80 le 100 Rre Seeletso a re Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le tsere boikarabelo jwa go netefatsa gore batho ba ka thusiwa jang, jaaka go oketsa mosepele go anamisa dijo, go hema gore bangwe ba bewe ka fa mosing. society 9 Ba le babedi ba tshwaretswe go thukutha marekisetso Mapodisi a Mookane le Dibete a thusana le morafe ba tshwere banna ba le babedi ba lefatshe la Zimbabwe ba e rileng ka Labobedi bosigo ba thuba dikgwebo kwa Mookane mme ba utswa dithoto tse di farologaneng. Kgosi Gaselemogwe Molefi wa Mookane o boleletse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong gore banna bao, ba ba tshegeditsweng ke mapodisi a Dibete ,mongwe wa bone o tshwaretswe gaufi le Capricon fa yo mongwe a tshwaretswe kwa merakeng ya Poloka ka thuso ya setshaba le sefofane sa tlhootomo ka Laboraro. Kgosi Molefi o tlhalositse fa babelaelwa bao ba thubile lebenkele la Diponeng, marekisetso a bojalwa a Matlotla le semausu tse go bolelwang ba utswile dijo tse di farologaneng di akaretsa diphaleche, ditlhapi, dino tsididi, majalwa le metsoko tse go iseng go itsiwe tlhwatlhwa ya tsone ka jaana mapodise a santse a tsweletse le ditlhotlhomiso. Mogolwane wa mapodise a Dibete Superintendent Phineas Makwaeba o boletse fa ba tsweletse le ditlhotlhomiso go bona gore babelaelwa ba na le dipampiri tsa mesepele kana ba tsene mo lefatsheng leno ka go tlhagela molelwane. Rre Makwaeba o rile fa babelaelwa ba ka fitlhelwa ba sena dipampiri tsa mesepele ba tla lebaganngwa le molato wa go tsena mo Botswana ka go tlhagela molelwane mme a re fa go ka fitlhelwa ba thapilwe ke Batswana bangwe ntleng le dipampiri tsa go direla mo lefatsheng leno, Batswana bao ba tla lebaganngwa le molato wa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tsa go direla mo lefatsheng leno. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Kgetsi ya tsie... Mogolwane wa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Thulani Caiphas o kopile setshaba go tshwaraganela banana le puso gonne go le gantsi ke bone ba dirang ditiro tse di maswe tsa go iphitisa dino ka jalo ba ikgatholose mananeo a puso e ba a diretseng go leka go ba ntsha mo mebileng. E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe mo metseng ya Kudumatse le Mokoswane mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba, Rre Caiphas a re dipalo tsa banana ba ba ikopelang dithuso tsa lenaneo di kwa tlase fela thata mo go supang gore banana ga ba na kgatlhego mo go one. O ba kgothaditse go inaakanya le mananeo a a farologaneng a puso go ikinola mo lehumeng. O supile fa banana ba ba atlegileng mo mananeong a puso, go le gantsi ba dirisa dithuso tseo botlhaswa ba lebala se ba tshwanetseng go se dira mme a kopa batsadi go nna ba ba gakolola fa ba lemoga gore ga ba dirise meamuso ya puso sentle. A re boitshwaro ja banana le kapari ga di jese diwelang gammogo le one maitseo mo bagolong ga a yo ka ga ba ba buise sentle gotlhelele. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Mahalapye, Rre Slumber Sebele a kopa banni ba metse eo go tlhabolola ditsha tsa bone le go ikgapha mo go rekisetseng batswaka lefatshe. BOKHUTLO politics 7 Magodu a leruo a tlhasetse Ramatlabama Barui ba ka nna masome mararo ba ne ba kgobokanetse fa diofising tsa sepodisi bosheng kwa Ramatlabama go tla go fa bosupi mabapi le dikgomo tsa bone tse go belaelwang di falaletse kwa Afrika Borwa ngogola ka Seetebosigo. Barui bao ba tswa mo metseng ya Borolong jaaka Pitsane, Tlhareseleele, Rakhuna, Ramatlabama, mme bontsi ke metse e e fa tlase ga melolwane. Dikgomo di feta masome a matlhano tse di nyeleletse kwa Afrika Borwa. E rile a bua mo potsolotsong, Ramapodisi wa Ramatlabama Superintendent Zibani Mbisana o ne a tlhalosa fa go na le kgang e e tshwerweng kwa Afrika Borwa kwa go belaelwang dikgomo tse e le tsa barui ba Botswana. O tlhalositse fa barui ba dikgomo tsa bone di nyeletseng ba ne ba bidiwa go tla go fa bosupi jo bo neng bo tlhaela le go tlhalosa tlwatlhwa ya dikgomo tseo ka sepodisi sa koo se ne se tsile go tsaya bosupi. O ne a gakolola barui go tlhokomela leruo le go tlhomamisa gore le fulela kwa go seng borai jwa go tlola molelwane. Mongwe wa ba ba utswetsweng ke Kgosi Oagile Kepadisa wa Pitsane, yo o boletseng gore dikgomo tsa gagwe tse pedi di nyeletse ngogola ka Seetebosigo. O tlhalositse fa ba eme ka tsholofelo, mme a re seemo se ngomola pelo mo kgaolong eo. Kgosi Kepadisa o tlhalosa fa dipodi, dikoko le dihutshane di le mo kotsing. A re se se ngomolang pelo ke gore o belaela fa bana ba bone e le bone ba dirang tiro eo. O tlhalositse fa ba fisa dikgomo ka dikgatiso gore tshipi ya kgomo e seka ya bonala fa go batlisisiwa. Mo go tse dingwe, kgosi o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa dikgang tsa bagodi ba Pitsane ba tseetsweng madi dikgwedi tse di fetileng. O tlhalositse gore go na le batho ba itirileng mapodisi fa batho ba tsaya madi kwa metshineng, a tlhalosa fa ba simolola ka go tsietsa mogodi ka go mo supegetsa madi ba re ba a setse ka fa tlase ga koloi, mme ba kope gore ba tswele golo gongwe le ene. A re magodu ao a felela a bolelela mogodi gore ba mo tlhotlhomisong, mme ba batle nomore ya gagwe ya banka, kwa morago ba tseye madi. Ka jalo o ne a tlhagisa setshaba go itlhokomela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Setlalekgosi o tla emela BDP kwa Mookane Rre Thebe Setlalekgosi yo a neng a seegelwa kwa thoko mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa phathi ya BDP kwa kgaolwaneng ya bokhanselara ya Mookane, jaanong o tla emela phathi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. Se se diragetse morago ga gore Rre Setlhalekgosi a tlhophiwe ke batho bale 403 mo ditlhophong tsa poeletso tse di neng di tshwaretswe kwa Mookane ka Matlhatso go kaba phatlha ya ga Rre Goitsemodimo Kamboy yo a neng a tlhokafalela kgwedi e fetileng. Mo ditlhophong tseo, tse di neng di tshwaretswe mo sekoleng se sebotlana sa Mookane, Rre Setlalekgosi o tlhophilwe ke batho bale 403 fa Mme Magdaline Dihale a tlhophilwe ke batho bale 75. Mme Dihale o boletse morago ga maduo a ditlhopho tseo gore le fa batho ba sa tlhopha ka dipalo tse dintsi o amogela maduo a ditlhopho tseo ka jaana gone go sena tsietso. A re le fa a latlhegetswe o ikemiseditse go tswelela a direla phathi ya Domkrag ka botswapelo le go ema nokeng Rre Setlalekgosi mo ipapaletsong ditlhopho tse di tlang tsa setshaba gore phathi ya BDP e kgone go gapa kgaolwana ya Mookane mo phathing ya Botswana National Front, e neng ya gapa kgaolwana eo mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2009. Rre Mmoledi Ntlhobelang, yo a neng a tlhatlhama Rre Kamboy mo ditlhophong tse di fetileng tsa peo letlhokwa, ene o ne a seka a kgona go emela ditlhopho tsa poeletso ntateng ya go seegelwa kwa thoko ke khuduthamaga ya phathi ya BDP ka mabaka a a sa bolelwang. Rre Ntlhobelang o boletse mo potsolotsong gore le fa a seegetswe kwa thoko e bile asa fiwa mabaka kana tlhaloso e e nitameng, o tla tswelela a direla phathi le go thusana le Rre Setlalekgosi go gapa kgaolwana eo mo ditlhophong tse di tlang. A re o tshwenngwa ke gore o kgoreleditswe go emela ditlhopho tsa poeletso ntswa Rre Setlalekgosi yo a neng a seegetswe kwa thoko mo ditlhophong tse di fetileng ene a kgonne go letlelelwe go emala ditlhopho tsa gompieno ntleng le mabaka ape a ba beilweng pele ele maloko a phathi. E rile mokwaledi wa phathi ya BDP kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Mochudi Bophirima Rre Dan Molokwe, yo e bileng ene ele motsamaisa ditlhopho tseo atswa la gagwe, a lebogela maloko a phathi ya BDP ba kgaolwana ya Mookane go itshwara ka tsela e e itumedisang le go dirisana le batlhophisi sentle. O akgoletse Mme Dihale go amogela maduo le go ikemisetsa go dirisana le Rre Setlalekgosi mo ipapaletsong ditlhopho a bolela fa seo se supa lerato mo phathing le boineelo, mme a kopa balatedi ba Domkrag go dirisana mmogo go ipaakanyetsa go gapa kgaolwana ya Mookane. politics 7 Dikereke di rapelela Tautona Masisi Dikereke tsa semowa di ne di phuthaganetse kwa Metsimotlhabe ka Tshipi go rapelela tautona Dr Mokgweetsi Masisi, gore a tswelele ka go busa ka kagiso le thokgamo. Mothusa tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Rre Mosieraele Goya, a re Botswana ke lefatshe la puso ya batho ka batho ebile le ipelafatsa ka yone. A re pina ya setshaba e tlhalosa fa lefatshe leno ele boswa jwa bo rraetsho, ka jalo a tlhalosa gore kagiso e tshwanetse go rena mo lefatsheng gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele. Rre Goya o gwetlhile dikereke go rapelela kagiso mo lefatsheng gore e seka ya tswa Batswana ka diphatlha tsa menwana. “Diemo mo lefatsheng leno di tsere phekelo e sele, go mogote, dintsho magareng ga tse dingwe, ka jalo a re rapeleng ka bongwe fela jwa pelo ka Modimo o tla reetsa dilelo tsa rona. A re kopeng Modimo go re nesetsa pula tsa letlhogonolo,” a tshwaela. Rre Goya o ne a rotloetsa phuthego go leboga Modimo ka nako tsotlhe ka ke ene a itseng tharabololo ya sengwe le sengwe. A re batho ba tshwanetse go leboga Modimo ka sengwe le sengwe sa letsatsi, le go mo lebogela thabo ya letsatsi. Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semowa, Rre Tebogo Motlhagodi, a re maikaelelo a tirelo e ne e le go rapelela tautona le lefatshe leno ka kakaretso. A re maikaelelo a mangwe gape ke go leboga Modimo mo go sengwe le sengwe se a se ba diretseng. “Re le barongwa ba Modimo, ga re robale re tswetse matlho otlhe, re bula le le lengwe go bona se setshaba se se tlhokang go ya pele, ka jalo re bone go le maleba go rapelela lefatshe le gore kagiso le thokgamo di tswelele ka go rena mo go lone. Modimo o tsebe ntlha go utlwa, fa re rapela ka mowa ole mongwe re tshwaragane re le dikereke Modimo otla a re thusa mme kagiso e tla a rena go ya go ileng,” ga tlhalosa Rre Motlhagodi. Fa a tswa la gagwe, Moporofiti Echoes Chiore go tswa Zimbabwe o galaleditse puso ya lefatshe leno ka go eteletsa Modimo pele mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a sa dumeleng mo kgethololong ya letso le mmala, a tlhalosa gore go na le bagabone ba ba nnang mo lefatsheng leno ka kagiso gape ba sireletsegile. Moporofiti Chiore o rotloeditse Batswana go tswelela ka go rapelela lefatshe la bone gonne mafatshe ka bontsi ba eletsa kagiso e e renang mo Botswana. BOKHUTLO politics 7 Maranatha e thusa bagodi Maikaelelo a mokgatlho wa Maranatha Health Centre ke go thusa Batswana. Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Mamcy Victor o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re mokgatlho o o tlhamilwe ke bomme ba bakeresete go tswa mo dikerekeng tse difarologaneng. Mme Victor a re ba bone ba tshwanelwa ke go simolola go neela le go fa bagodi lerato ka go ba isetsa dijo kwa posong a re ga se bagodi botlhe ba ba kgonang goreba je phakela ,mme ba ya go tlhola ko posong letsatsi lotlhe ba batla go thusiwa. Ar e ba gwetlhilwe ke mowa wa go neele le wa lerato,are gape ba diragatsa letshego lengwe la matshego a sechaba a 2016 la chaba e e lorato ebile e kgathala. Mme Victor are maikaelelo a bone ke gore ba thuse Batswana botlhe mme are bagodi ke bone batho bantlha go thusiwa ka gore bare somareletse lefatshe re ipelafatsa ka bone. Are mo nakong eno ba rulaganyetsa bagodi koloi e ba tsamayang ka yone go latela ditlamelo tsotlhe,tse ba ditlhokang are selo se se tla dira gore maikutlo a wele ba ba sa akanye thata ka batla lemoga gore ba botlhokwa mo lefatsheng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Go botlhokwa go kwadisa matsalo le dintsho Tona wa Lephata la Pereko le Merero ya Selegae, Rre Edwin Batshu, o kgothaditse banni ba Pallaroad, Poloka le Dibete go kwadisa matsalo le dintsho. Tona Batshu o buile mafoko a, fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo ka Mosupologo. O ne a tlhalosa gore e le ba lephata le le okametseng kwadiso ya matsalo le dintsho ke boikarabelo jwa bone go bona gore molao o o a diragadiwa. A re Batswana ba tshwanetse go itse bomosola jwa go kwadisa matsalo a ngwana le fa motho a tlhokafatse ka gore ditlhabololo di ikaegile ka dipalo tsa batho ba ba tsholwang. O ne a tlhalosetsa banni gore molao wa kwadiso ya dintsho le matsalo o mongwe fela, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang mo lefatsheng leno o tshwanetse go kwadisiwa go nna le setlankana sa matsalo matsatsi a le masome a marataro a sena go tsholwa e seng jalo motsadi o tlaa bo a tlodile molao. Ka molao wa dintsho, o ne a tlhalosa gore go tshwanetse ga bo go setse go kwadisitswe malatsi a le masome a mararo a ise a wele go supa fa motho a tlhokafatse. Rre Batshu o ne a tlhalosa gape gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go dira karata ya Omang go rurifatsa tota fa e le Motswana, a kaya gore ngwana fela fa a nna dingwaga di le lesome le borataro o tshwanelwa ke go direlwa Omang malatsi a le masome a mararo a ise a wele e seng jalo ke molato. E ne e rile go le pele, kwa Pallaroad, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Mme Segametsi Mangope a tlhalosa fa banni ba motse wa bone bogolo jang ba ba nnang kwa masimong le kwa merakeng ba sena dikarata tsa Omang. Mme Mangope a re kgang e e a tshwwenya fela thata mo motseng wa bone ka e bile batho ba go nna jalo e le bagodi. A re motse wa Pallaroad o dikaganyeditswe ke meraka le masimo ga mmogo le bontsi jwa batho ba ba nnang teng, mme ba tla motseng fela fa ba tla go batla dithuso tsa bongaka ntswa ba sena bo Omang mme ba sokodisi baoki ka ba sena bo Omang. Mme Mangope o ne a tlhalosa gape le ka bana ba ba senang ditlankana tsa matsalo e bile gape ba sena batsadi mme go nne bokete gore ba ka dira dikarata tsa Omang. A re kokelwana ya bone ga e na mooki yo o belegisang e bile gape ga ba na le yone koloi ya kokelwana go ka thusa balwetse go ba isa Mahalapye. Kwa Dibete gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ronald Tsholofetso o ne a ikuela mo go Tona Batshu gore ba tshwenngwa ke seemo se batsadi ba ntshang bana mo dikoleng go ya go kgetla bojang. Rre Tsholofetso a re seemo se a tshwenya fela mo motseng wa bone mo jaanong ba emeng ka dinao go tlhama komiti e e tlaa itebaganyang le kgang e. politics 7 Ramapodisi o kopa batsadi go baya bana leitlho Ditiragalo tsa bosheng tse mo go tsone go tlhokafetseng bana ba le babedi kwa Kumakwane le Molepolole, di gwetlha batsadi go nna kelotlhoko le go netefatsa pabalesego ya bana mo malwapeng ka dinako tsotlhe. Dikgang tseo ke tse mo go tsone lesea la dikgwedi tse di lesome le boferabobedi la kgotla ya Legonono mo Molepolole le neng la gatwa ke koloi ka phoso mo lwapeng, fa e nngwe e le ya go kgangwa ke mogala wa mmankadile mo lwapeng kwa motseng wa Kumakwane. Ramapodisi wa kgaolo ya No 11, Senior Superintendent Modise Gabatshwane, a re e re ntswa ditiragalo tsa go nna jalo e se tse di tlwaelesegileng mo kgaolong ya gagwe, go botlhokwa gore morafe o ithute mo go tsone go hema gore di boelele. Rre Gabatshwane a re dikgang tsa mofuta o, di tlhoka go nna kelelelo e sere kgotsa batsadi ba sala ka boikotlhao gore gongwe ga ba a tsaya boikarabelo jo bo maleba. Kwa Kumakwane, mogolwane wa mapodisi a Thamaga o ne a supa fa ba tlhotlhomisa tiragalo ya go kgangwa ke mogala wa mmankadile ga mosimanyana wa dingwaga tse thataro wa sekole se sebotlana sa Kumakwane. Ga twe ngwana o begilwe ke rraagwe ka fa morago ga ntlo, fa a ne a leka go mmitsa go tla go ja dijo tsa motshegare, mme a fitlhela maloba e le maabane. Gontse go le jalo, Superintendent Kwarare a re ga ba belaele bosula bope jo bo ka tswang bo amana le tiragalo eo. Tiragalo ya Molepolole ke e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi wa kgotla ya Legonono a gatilweng ka koloi ya modiro wa Honda Fit ke mmaagwe mogolo ka phosego, fa a ne a leka go e sutisa mo lwapeng. Superintendent Labani Burns wa mapodisi a Molepolole a re ngwana go lebega a ne a tswa mo tlung go tabogela mmaagwemogolo yo a neng a sa ela tlhoko go tswa ga gagwe, mme koloi ya mo gata ka leotwana la pele. Bana ba babedi bao ba setse ba bolokilwe, mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. E re dikgang di eme jalo, Superintendent Kwarare a re ba tlhotlhomisa ditiragalo di le pedi tsa go ipolaya ga banna kwa Gabane le masimo a Diphepe bosheng. Tiragalo e nngwe ke e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa Gabane a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng a tlhokafetse gaufi le Kumakwane fa molapong wa Kolobeng. Moswi, go ya ka ramapodisi, o ne a emisa koloi ya modiro wa BMW gaufi le setlhare se a ikaleditseng fa go sone. A re fa koloi e phuruphudiwa go ne ga fitlhelwa puisanyo e e supang go tlhoka kutlwisisanyo le mmaagwe ngwana wa gagwe E nngwe tiragalo ke e mo go yone monna mongwe wa masimo a Diphepe mo kgaolong ya Thamaga a fitlhetsweng a akgega mo marulelong a ntlo ke kgaitsadie, morago ga go kgaogana bosigo go sena dikai tsa go tshwenyega. Ditopo ka bobedi di santse di le mo diatleng tsa mapodisi go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso di tsweletse. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Malwapa a sukaganeng a tla thusiwa Molaodi wa kgaolo potlana ya Ghanzi botlhaba,Rre Patrick Tlotleng a re maiteko a tsweletse go leka go fokotsa mosuke mo malwapeng. Mo puisanong le O supile gore bontsi jwa batho ba malwapa a a nang le batho ba bantsi, ba felela ba nna mo ntlong ele nngwe ka ntata ya letlhoko la bonno. Molaodi a re mo nakong eno ba ofisi ya boipelego ba boloditse letsholo la go sekaseka malwapa ao,a supa gore mangwe a tla thusiwa ka ditante go fokotsa mosuke. A re malwapa mangwe a tla thusiwa ka go fiwa dijo, ka ba ne ba itshetsa ka diatla jaanong ga ba sa kgone ka ntata ya seemo sa tshoganetso. Rre Tlotleng o tlhalositse le ba bantseng ba thusiwa ke puso ba ka okelediwa dijo go lebilwe seemo sa nako eno. Molaodi a re ka ba amogetse mpho ya melora go tswa mo komponeng ya Lobkom investment ba tsweletse ka go abela ba ba kobo dikhutshwane, ebile ba setse ba isitse e le 875 kwa CKGR. A re thulaganyo ya go thusa bana ba ba nnang mo mekgwatlheng le yone e tsweletse ebile ba setse ba simolotse go thusa ba ba neng ba ntse ba thusiwa ke lekgotlana la Windows of Hope ba ba masome a matlhano . Rre Tlotleng a re maikaelelo ke gore bana ba ba mo mekgwatheng ba tlhokomelelwe kwa malwapeng a bone ,eseng fela ka dijo le gone go ba sidila maikutlo . Molaodi o ne gape a tlhalosa fa ba kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation, ba tsweletse ka go bula dipompo tsa metsi ,tsa mo malwapeng le tsa setshaba . O ne a tlatsa ka gorego setswe go beilwe ditanka tsa metsi mo mafelong a a faroloaganyeng tse di tla nnang le metsi ka nako tsotlhe . Ends politics 7 Mopalamente o neetse makhanselara dikobo Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o neetse makhanselara a kgaolo eo dikobo gore di abelwe banni ba dikgaolwana tsa bone. Fa a bua kwa pulong semmuso ya ofisi ya gagwe kwa Mochudi bosheng, Rre Pule, yo gape eleng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, o boletse fa a abetswe dikobo di le makgolo mabedi, tse a di fetiseditseng kwa makhanselareng. Mokhanselara mongwe le mongwe o ne a fiwa dikobo di le masome a mabedi. Mopalamente a re o solofetse dikobo tse dingwe di le masome a matlhano. Rre Pule o kopile makhanselara gore dikobo tseo di abelwe ba ba di tlhokang thata. Mopalamente o ne gape a kopa makhanselara gore ba rotloetse banni ba dikgotla tsa bone go tswelela ka go lwantsha bolwetse jwa COVID-19. Fa a ntsha malebo, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Banyenyi Davids o lebogetse mopalamente tiro e ntle ea e dirileng. politics 7 Go kwadisa dikgwebo go botlhokwa Mogwebi yo motlana, Mme Susan Bolele wa Phitshane Molopo o gakolotse bagwebi ka e ne go tlhoafalela go kwadisa dikgwebo le ba lephata la kwadiso dikgwebo. Fa a bua mo potsolotsong, mogwebi yoo, yo o gwebang ka leina la Suzie’s Beadwork a re go dira jalo go botlhokwa thata ka go rurifatsa fa mogwebi e le wa nnete e bile go ofa kgwebo boleng le seriti. Mogwebi yoo, yo o dingwga tse di masome matlhano le bobedi, o gateletse gore dikgwebo tsa bone di tsewa tsia ka di na le seabe se se bonalang mo go ageng itsholelo. O gakolotse bagwebi ba ba botlana gore ba seka ba kgojwa marapo ke gore go kwadisa go dirwa ka madi, bonnye jo ba bo ntshang go duela go dira setlakana kwa phelelong bo tsisa paharologanyo e tona mo kgwebong, mme maduo a bonale. O supile fa go kwadisa kgwebo go ka thusa go rarabolola dikgotlhang magareng ga moreki le morekisi ka ba a bo ba rurifaditswe ka fa molaong. O ne a ba rotloeditsa go ipapatsa ka dikarata, ka go dira jalo go thusa bareki go itse fa mogwebi a leng teng le gone go bapatsa kgwebo. O tlhalositse fa a thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma go simolola kgwebo ya go loga dibaga. Mogwebi yo, yo o setseng a na le dingwaga di le nne mo kgwebong o boletse fa ka ngwaga wa 2012 a ne a tsenelela thuto seka dipuisano kwa Dikhukhung kwa a neng a rutwa ka go tsamaisa kgwebo, go tshwara bareki, le go nna pelotelele mo kgwebong. A re ka 2013 o ne a rutuntshiwa ka go loga dibaga mme morago a simolola go loga a le mo gae, a thusitswe ka dibaga le didirisiwa tsa go loga. O bolela gore e re ntswa a rutuntshitswe ke puso o tswa kgakala ka bokgeleke jwa go loga e bile a rata tiro ya diatla. “Ke kgona gore e re ke lebile selo hela jaana ke bo ke tlelwa ke tlhaloganyo ya gore nka se kopanya jang gore go tswe sengwe se se ka kgatlhang e bile se ntswela mosola,” o tlhalositse. O kaile gore go ikgodisa mo botswerering jwa go loga gangwe le gape o ne a lebelela mananeo a telebishene a tshwana le O rotloeditsa Batswana go ikopanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma go botsolotsa ka mananeo a a farologaneng a a ka ba namolang mo lehumeng. Mme Bolele o gakolola batho go tlhopha dikgwebo tsa maikutlo a bone, tse ba di ratang gore di tswelele di seka tsa felela mo tseleng. O boletse gore e sa le a tsena mo kgwebong ya dibaga ga a ise a e fetogele ka gore e mo mading a gagwe e bile o tswa kagakala a e rata ka jalo a tsweletse ka yone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Khansele e solofetsa Kgosi Kgari diofisi tse disha Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re puso e tsere tshwetso ya go tlhabolola tebego ya diofisi tsa ga Kgosi Kgari III wa Bakwena ka go aga tse disha, tiro e bontlha bongwe jwa yone bo tlaa simololang ngwaga ono wa madi. E rile a lekodisa morafe mo phuthegong ya kgotla bosheng, modulasetilo Sibisibi a fa Bakwena tsholofetso ya gore dithulaganyo di tsweletse go simolodisa tiro eo, jaaka fa bomaitsaanape ba solofelwa go simolola tiro ya moalo e e yang go lopa P3 million monongwaga. Ka jalo tsholofelo ke gore tiro e tlaa simolola ngwaga ma madi wa 2019/2020 fa go ka seke go tlhagoge dikgoreletsi tse di ka senyang thulaganyo e e dirilweng mo nakong eno. Modulasetilo o gakolotse gore e re ka tiro eo e ya go tlhokana le morero wa borara wa gangwe le gape, o kopa ba ba lebaneng go betla tsela ka go ithulaganya go sale gale go hema madiadia a a ka felelang ka go faposiwa ga madi. Kgang ya kago ya diofisi tsa ga kgosikgolo e ntse e sa jese morafe diwelang ka matshwenyego a gore seemo sa tsone se maswe e bile ke kago e e siilweng ke nako. Rre Sibisibi o ne a ikuela mo morafeng gore e re ntswa khansele e tsweletse ka go dira maiteko a go abela banana ba mo gae ditiro ka maikalelo a go thusanana mo maitekong a go tlhabolola kgaolo ya Mokwena, go sa wediweng ka nako ga ditiro le go rola ditiro tse di senang boleng e santse e le kgwetlho e khansele e tsweletseng ka go e itemogela. Modula setilo a re boitshwaro jo bo sa amogelesegeng joo, ga bo senyetse khansele fela ka jaana madi a a dirisiwang ke a morafe, mme a supa fa go tlhoka le morafe go tsenya leitlho go netefatsa gore ditiro di ntsha maduo a boleng e bile e le tsa sennela ruri. O supile fa maikaelelo a tsweletse go fefosa kago ya ditsela tse di ralalang motse go dirisiwa ditena, mme a tlhalosa fa a kgorelediwa ke ba ba abetsweng ditiro tsa go reka di dirisiwa di tshwana le ditena. “A re kgothatseng bana ba rona go tsaya ditiro tsa morafe ka tlhoafalo fa ba filwe boikarabelo ka jaana go sa tshephege go ka felela go ba baya ka fa mosing fa ba sa kgotsofatse mabaka a ditiro tse ba di fiwang go tlhabolola kgaolo ya Mokwena”, Rre Sibisibi a gakolola. Modulasetilo o ne a lekodisa gape ka thulaganyo ya tekeletso ya go tsenya dipone tsa di bonelang kgakala tse a reng di tlaa akaretsa bontsi jwa mafelo le go fokotsa kgolo ya borukutlhi mo metseng. Mongwe wa batsena puthego, Rre Joseph Tshireletso o supile fa a tshwenngwa ke go boelwa morago ga ditiro tsa ditlhabololo mo Molepolole gangwe le gape. Morafe o ne wa gakolola khansele go tsibogela tharabololo ya seemo sa mabitla, ba supa fa seemo se befile kwa mabitleng a Masuaditshwene. BOKHUTLO politics 7 Lenaneo le tokafatsa maduo Morago ga go simolodisa lenaneno la 'home remedial' kwa sekoleng se se botlana sa Makolo, mogokgo o bolela fa le ntsha maduo a mantle fela thata. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Dimpho Lefhoko a tlhalosa fa ba bona phetogo e ntsi mo maduong a bana fa e sale lenaneo le simolodisiwa. Mogokgo o tlhalositse gore pele ga ngwana a simolola lenaneo le, motsadi o tshwanetse go baya monwana go supa fa a dumalana le gore ngwana a le simolole gonne tiro e ngwana a e fiwang ke morutabana e tshwanetse ya dirwa kwa lwapeng ke moithuti a thusiwa ke motsadi. Fa a tlhalosa ka botlalo ka fa lenaneo le berekeng ka teng, Mme Dimpho a re morutabana o ruta fela jaaka malatsi otlhe go fitlhelela maikaelelo a thuto e a e rutang, e re morago a fe baithuti dintlha tsa botlhokwa tse di salwang morago ke dipotso tse di tshwanetseng tsa dirwa kwa lwapeng. A re go solofelwa gore motsadi a beye monwana kwa tlase go netefatsa tota gore ke boammaaruri ngwana o dirile tiro e bile motsadi o e bone. Fa go tsenwa kwa sekoleng, go solofelwa gore moithuti a kgone go araba dipotso go supa fa e le ene a di itiretseng mme fa a palelwa go supa fa a diretswe ke motsadi ka jalo morutabana o tshwanetse go bitsa motsadi a mo lekodisa ka seemo sa ngwana le ka fa ba ka se tokafatsang ka teng. Mogokgo o tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba sa rotloediwe go direla bana ba bone tiro, ka a re go dira jalo go ka bakela moithuti mathata ka nako ya ditlhatlhobo ka o tlaa bo a sa tlhaloganya sepe ntswa a dirile sentle ka fa tlase ga lenaneo le. Molomaganya lenaneo, Rre Alfred Kagisanyo o boletse fa lenaneo le atlegile fela thata e bile le ba tswela mosola ka dipotso tse baithuti ba di fiwang di itebagantse le thuto e ngwana a e rutilweng, ka jalo di bula tlhaloganyo ya moithuti mme ere fa a tla go kopana le ditlhatlhobo tsa makgaolakgang go nne motlhofo go araba. O tlhalositse fa lenaneo le tswetse phatlha e e neng e le teng fa gare ga batsadi, barutabana le baithuti ka a re fa go na le phoso e kgona go lemosega ka bofefo, a tlhalosa gape fa motsadi a tshwanetse go tla sekoleng setlha sengwe le sengwe go bona ka fa ngwana a tsweletseng ka teng. Rre Kagisanyo o tlhalositse gore ba simolodisitse lenaneo le mo mophatong wa borataro, mme mo nakong eno baithuti bao ba dira sentle fela thata e bile ke bone ba gaisang sekole sotlhe. A re ntswa dikgwetlho di le teng tse di akaretsang go goga dinao ga batsadi bangwe go tla go saenela bana le go tlhaela ga dibuka mo go felelang go baka gore bana ba di kopanele, ga ba kgobege marapo ka ba ikemiseditse go tokafatsa maduo a sekole seo. O tlhalositse fa 83% ya baithuti ba tseneletse lenaneo, ka jalo o gakolotse batsadi ba ba iseng ba tle go saenela bana go dira jalo. O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo le, le kgatlhile dikole tse dingwe mo ba setseng ba tla kwa go bone go tsaya malebela. O boletse fa lenaneo le tsala mowa wa botsalano magareng ga morutabana, motsadi le moithuti ka botlhe ba nna seopo sengwe, a tlhalosa fa gape le dira gore batsadi ba kgatlhegele go lekola tiro ya bana. O tsweletse gape a tlhalosa fa lenaneo le sa emisetsa a a ntseng a le teng, mme le a tiisa le go feta. Bokhutlo education 4 Ba bapala mahupu kwa Afrika Borwa Mookamela mapodisi a Werda Superintendent Mompoloki Ramatsia o gakolotse banni ba kgaolo eo go emisa go tlola molelwane ka bokukuntshwane go ya go bapala mahupu kwa Afrika Borwa ka seo se ka phirimisa maiteko a puso go thibela mogare wa corona go tsena mo lefatsheng. Mo potsolotsong le A re go dira jalo go ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka go lemosegile fa ba bapala mahupu mo dipolasing tsa batho-basweu. Mogolwane o boletse fa se, se dirwa thata ke banni ba Bray, Werda le Draaihoek e re fa ba tshwarwa ba bo ba ntsha mabaka a a farolonyeng. Mahupu ke semela se se ratwang bobe ke banni ba Kgalagadi mme gantsi se mela se le sentsi mariga fa pula e ne e le ntsi. A ka besiwa ka molora wa leiso kana a apewa ka metsi. Mo go tse dingwe, Rre Ramatsia o ne a supa fa ba gatisitse dikgang di le lesome le botlhano tsa majalwa a Setswana a a titielwang mo malwapeng mo nakong eno ya kiletso mesepele. O ne a supa fa badira-molato bao ba atlholwa madi a a seng kwa tlase ga makgolo a mabedi a dipula kana go feta. Rre Ramatsia o boletse fa bogodu jwa leruo bo kekela kwa Makopong e bile ba setse ba gatisitse dikgang tsa bogodu jwa dikgomo di le tharo le e le nngwe ya go utswa dipitse teng kwa motseng oo. Mabapi le go obamela melawana ya thibelo mogare wa corona, Supt Ramatsia o supile fa banni ba utlwile ka tsoo-pedi ka ba dirisa dipipa molomo le dinko fa ba tswa ka dikgoro tsa malwapa, a tlatsa ka go re bosheng mapodisi ba ne ba tlhola madirelo ka bongwe ka bongwe go netefatsa gore molao o a diragadiwa. crime_law_and_justice 1 Kedikilwe o rotloetsa kagisano Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o rotloeditse mowa wa kagisano le tshwaragano mo banning ba Kgagodi le metse e e mabapi ya Diloro le Mogapinyana. Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle o a neng ao diretswe ke banni ba Kgagodi bosheng, Dr Kedikilwe a re o eletsa gore go nne le kagisano le tirisano mmogo mo metseng eo gore matshelo a bone a tswelele pele. A re gangwe le gape o boditse gore fa ele molelwane le lefatshe tota fela go lwelwa eng ka ene ga a bone molato wa gore Motswana mongwe le mongwe a nne fa a eletsang teng. Dr Kedikilwe a re letlhoo le lefufa di motlhofo go jalega mme di sologela molemo batho ba ba di tlhotlheletsang mme o kopile dikgosi go agisanya morafe eseng go tlhotlheletsa dikgotlhang a bo a kgothatsa morafe go ikemele ka dinao gore o seka wa raelesega ka jalo o kgone go tsaya ditshwetso tse di tla tsisang kagiso le tirisanyo mmogo. A re ntwa e thata e bile e emisa ditlhabololo mme maduo a yone kwa morago ke loso. O tsweletse a re dikgosi di tshwanetse go babalela merafe ya tsone le go di goga kwa pele mo dikgannyeng tsa ditlhabololo. Dr Kedikilwe a re ga a kake a latlha banni ba kgaolo ya Mmadinare mme o tla ba thusa thata mo dikgannyeng tsa ditlhabololo gore ba tlhabolole matshelo a bone. O tsweletse a re o eletsa go bona morafe o eme ka dinao o tshwaraganetse ditiro tsa tlhabololo matshelo gammogo le magae a bone, go itlhamela ditiro le go tokafatsa matshelo a bone. Mo go tse dingwe Dr Kedikilwe o lebogetse thata dimpho tse a di filweng ke banni ba kgaolo eo, a tlhalosa fa go supa tshwaragano, lorato le tirisano mmogo fa gare ga gagwe le banni ba Kgagodi. O lebogetse dingwaga tse a saleng a bereka le bone ka tsone go tswa ka 1984 a simolola go nna mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare go fitlhelela monongwaga fa a tlogela tiro ka bogodi. Fa a tswa la gagwe, Mme Dithamane Kgagodi o boletse fa a lebogela ditlhabololo tse di tsisitsweng ke Dr Kedikilwe mo motseng wa bone. A re ba kile ba bo ba nwa metsi a didiba tsa petse mme mo nakong eno ba nwa metsi a a tlhatswitsweng a letamo la Lotsane mme e bile gape motse wa bone o kile wa bo o sena motlakase le ditlhaeletsano mme le tsone di teng mo nakong eno. O lebogetse ditsela tsa sekontere, poso le sekole se se golwane sa Kgatadimo ga mmogo le bookelo jo bo atolositsweng. A re ba tla berekisana sentle le mopalamente yo mosha wa kgaolo eo go tsweledisa motlhala wa ditlhabololo. BOKHUTLO society 9 Komiti ya dithabololo e ikiteile sehuba go fetola matshelo a banni Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo (VDC) kwa Kang Major General Gobuwamang Tlhokwane a re ba ikemeseditse go fetola ditebego tsa motse oo ka go o tlhabolola go ya ngwageng wa 2036. Fa a bua mo phuthegong go begela setshaba tse VDC e di kgonneng, moalo wa ditlhabololo le madi a komiti e kgonneng go a kokoanya le go a dirisa bosheng, Major General Tlhokwane a re ba ipeetse seelo sa go fetola Kang go nna motse-setoropo. O supile fa ba direla ditiro mo pontsheng gore go seka ga nna le tshenyetso setshaba. A re ba dira jalo ka go nna ba begela setshaba ka tse komiti e di kgonneng, madi a a tseneng le a a dirisitsweng mo ditlhabolong tsa motse. A re sengwe gape se ba se dirileng ke go kopa ba khansele potlana ya Kgalagadi Bokone gore ba tle go ba dupela dibuka tsa madi. A re VDC e tlhomile baeteledipele go ya ka maphata a yone a a farologanyeng gore ditirelo tsa komiti di tsamaye ka thelelo. Maj. Gen. Tlhokwane a re ba dirile thulaganyo ya go nna le botsalano jo bo nonofileng le maphata otlhe a puso le a a ikemetseng. O kaile fa ba setse ba segile tema ka go dira melawana e e lomaganang le ya khansele. E re ka Kang a le mo tseleng ya Trans-Kalahari Highway, Maj. Gen. Tlhokwane a re go maleba gore VDC e tsenye letsogo go tlhabolola motse gore o tle o kgone go ngoka babeeletsi le bajanala. A re sengwe se se ka dirang gore se se kgonafale, ke go fokotsa leruo le le sailang fa gare ga motse. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba mekamekane le kgwetlho ya go tlhoka go neelana sentle ga komite e ntsha le e e fetileng, ka jalo maduo a go dupiwa ga dibuka tsa madi a ise a tswe. A re sengwe gape se se ba jesetsang mo kgobedung ke morafe o o maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tsa VDC mme se se dia ditlhabololo ka go sena therisanyo e e motia. BOKHUTLO politics 7 Lerato le rotloetsa boithaopo Rre Ronald Rakwadi, yo o dingwaga di masome a mabedi le bone wa kgotla ya Bokaa kwa Mogoditshane, a re lorato le bonatla jwa go itirela ka diatla, ke tsone di tlhotlheleditseng mowa wa boithaopo mo go ene. Rre Rakwadi o boletse mo potsolotsong gore o feletse mo lokwalong la boraro ka a ne a sa dira sentle mme a ya go ikoketsa kwa Tshwaragano Brigade kwa Kumakwane kwa a ithutileng temo ya merogo teng. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Solomon Dihutso, Mme Cecilia Mogotlwane, o akgotse RreRakwadi go menagane, a re fa e sale a tla, tshingwana ya bone ya merogo e mo seemong se se eletsegang. Rre Rakwadi o gakolotse banana ka ene go se ke ba ikaega gotlhelele mo pusong, a tlhalosa fa mongwe le mongwe a filwe botlhale jwa go itirela. O tsweletse a re o tlhokile lesego ka one a tlhokafalelwa ke batsadi a le dingwaga di le lesome le boraro mme ene le monnawe yo a dirang lekwalo la bosupa, ba ne ba godisiwa ke dithuso tsa boipelego. O ne atlhalosa gore, “go ithaopa fa, go nthutile go dirisana le batho, bogolo jang bana ba ba nang le bogole. Ke goletse mo tshotlegong, ka jalo ke dira se go thusa ba bangwe gore ka moso le bone ba kgone go inosa metsi. Mokodue go tsoswa o o itekang,” society 9 Balemi ba batla go okediwa nako ya go lema E re ka jaana nako e e beilweng ya go lema mo Bokone e tsile bokhutlong, balemi ba Tsamaya mo Bokone Botlhaba ba re ba eletsa gore goromente a atolose nako e e beilweng go lema gore ba solegelwe molemo ke dipula tse di tsweletseng ka go tshologa. Mo potsolotsong le BOPA balemi ba tlhalositse gore e sale ka kgwedi ya Tlhakole e simologa pula e ntse e na ka bokete mme se sa ba paledisa go lema. Mme Gertrude Chalashika o supile fa mmu o le bongola thata mo diterekere di palelwang ke go tsena mo masimo. A re dipula di nele phetelela di tlhomaganya malatsi mo di feletseng di bodisa peo e ba neng ba e jadile. O ne a tlhalosa gore o tswa kgakala a le molemi mme e bile o ka rata go tweledisa lorato lwa gagwe lwa temo fa nako ya go lema e ka atolosiwa. Rre Bernard Keitsheletse a re ga a a kgona go lema ngwaga o simologa ka ntlha ya gore dipula di ne di seyo, ka jalo a tlhalosa gore o itumedisiwa ke pula e e gosomaneng ka Tlhakole. O ne a supa gore dipaka di fetogile jaaka dipula di sa tlhola di na ka Phalane le Ngwanatsele jaaka go kile ga bo go tlwaelesegile. Rre Keitsheletse a re fa nako e ka atolosiwa o ka ya go lema ka ditonki ka tsone di le marapo di nonofile go ka gata bongola. Mme Idah Banyatsi ene o supile fa a kgonne go lema ka dipula tsa ntlha ka Hirikgong le fa di ne di se kalo. A re ene mo nakong ya gompieno o emetse gore pula e kgaotse gore a kgone go tlhagola ka go setse go medile mhero. Mme Banyatsi o tlhalositse gore o lemile mmidi, magapu, dinawa, manoko le mabele e bile a solofetse go bona thobo e e kgatlhisang. Fa a ntsha la gawe, Mme Elizabeth Mabachi o tlhalositse fa dijalo tse dingwe di ne tsa babalelwa ke letsatsi le le neng le le bogale fa ngwaga o simologa. Le fa go ntse jalo a re o itumelela gore sonoblom yone e santse e itsetsepetse e gola sentle e bile o solofetse thobo e e nametsang. A re o tlhobaediwa ke gore losika loo dinawa ga lo rate pula e ntsi, ka jalo a belaela gore di tlaa senyega. PHELELO economy_business_and_finance 3 Go tla agwa madirelo a tshomarelo merogo Puso e ikaelela go tlhoma madirelo a a tlaa thusang go baakanyetsa merogo gore e bolokwe lebaka le le leele. Kgato e ke bontlhabongwe jwa go nonotsha mananeo a nyeletso lehuma. Tona wa Ofisi ya ga Tautota le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi o boletse fa madirelo ao a a tlaa agwang kwa Selebi Phikwe a tlaa dirisiwa go gabetlelela merogo e e ka tswang e setse kgotsa e tlhaetse thekiso. Tona yo e leng modulasetilo wa komiti ya puso ya tsa nyeletso lehuma o ne a bua mo phuthegong ya babegadikgang maabane. Tona o boletse fa merogo e tshwana le beetroot, tamati le khabeche e tlaa gabetlelelwa kgotsa e fetolwa go dirwa dijo tse di tlaa tsayang lobaka di sa senyege kgotsa go bola. Go sale foo mokwaledi wa lephata la Ofisi ya ga Tautona yo o lebaganeng le tsa nyeletso lehuma, Dr John Mothibi o boletse fa mono Gaborone fela balemi ba merogo ba latlhegelwa ke bogolo jwa 10 per cent ya thobo ka ntata ya go senyega ka bofefo ga merogo, e bile ba bona dipoelo tse di kwa tlase ka ntlha ya go tlala ga marekisetso, mme ke sone se lephata le akantseng go tlhoma madirelo a. Mo dikgannyeng tse dingwe Tona Masisi o boletse fa dithuto puisano tse di latelang ka ga nyeletso lehuma di tlaa tshwarelwa kwa Damchojenaa mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, kgwedi ya Phatwe a tlhola gangwe go tsena a tlhola bararo. O tlhalositse fa batho ba ba kgethilweng ba le sekete ba tlaa tsena dithuto tseo tse di tlaa ba fang maitemogelo a a lekaneng go kgona ditiro tsa bone. Fa a itebaganya le dipego tsa dikgang tsa gore temo ya masingwana a ka fa segotlong e a pala, tona o ne a gakolola babegadikgang gore ba nne le kelelelo, ba seka ba re temo e e a pala ka jaana e le selo se se ikaegileng ka maemo a lewapi a a sa laolweng ke motho. O tlhalosiste fa lefatshe leno le le mo leubeng le le amileng masingwana a kwa segotlong ka bontsi. Le fa go ntse jalo Rre Masisi a re ntle le dipula tse di boutsana le leuba temo ya mo lwapeng e ntse e ka tswa maduo a ma ntle. O boletse fa go na le masingwana a ka fa segotlong a le 2000 mme bone bo lesomeng la one a dira sentle mo seemong se se sa iketlang. A re seemo seo se supa go dira sentle thata fa go lebelelwa mabaka otlhe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Komiti ya ditlhabololo bokaedi jwa motse Komiti ya ditlhabololo tsa motse e botlhokwa fela thata e bile motse mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le yone gore o bone ditlhabololo. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane mo ofising ya boipelego ya kgaolo potlana ya Tutume, Mme Girly Mathangwane o boletse fa komiti eo e le setlhopha sa batho ba motse ba ba tlhophilweng mo kgotleng go tsamaisa ditiro tsa boipelego ka boithaopo ba thusiwa ke kgosi, mokhanselara le mmaboipelego. O tlhalositse fa komiti e sekaseka tse di tlhokegang le mathata a motse ka therisano le morafe.Mme Mathangwane a re komiti e, e rulaganya ditlhabololo tsa motse e dira mmogo le dikomiti tse dingwe mo motseng.A re maikarabelo a komiti e gape ke go lekodisa morafe ka ditlhabololo, tiriso ya madi le go tlhokomela dithoto tsa morafe. O tlhalositse fa komiti e tshwanetse go rulaganyetsa ditiro tsa ditlhabololo ka botlalo pele di ka simolola, eseng go abelela gore fa ba ka dira ditiro dingwe ba ka tila mathata a letlhoko mo motseng. A re motlhala o o bonala thata mo malokong a a sa batleng diphetogo ba re ba na le dingwaga tse dintsi ba tsamaisa komiti ya ditlhabololo. O supile fa morafe o na le maikarabelo a go tlhopha batho ba ba nang le tebelopele le thato ya go direla morafe ka boithaopo gonne se ka dira gore komiti e dire tiro e e maleba. A re morafe, o tshwanetse go tlotla komiti le go dirisanya sentle le yone gore e kgone go diragatsa maitlamo a yone. O boletse fa kgosi a na le tshwanelo ya go fa komiti eo dikgakololo fa a bona e sa tsamaise dilo sentle mme a supa fa dikomiti tsa ditlhabololo ka bontsi di dira bontle fela thata jalo a ba rotloetsa go tswelela ba direla metse ya bone. politics 7 Mmankgodi o tshwara dikgaisano tsa metse E rile bosheng motse wa babina Tshwene wa phutha metse le metsana e e fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng kgangkgolo e le go bona motse kana motsana o o phalang e mengwe ka bophepa. Maikaelelo a dikgaisano tse ke go rotloetsa batho go phepafatsa bonno jwa bone le go tsaya tikologo e le sedirisiwa se se nang le boleng jo bo tshwanetseng go somarelelwa dikokomane tse di tlang, le go lemotsha batho fa matlakala e le selo se se ka dirisiwang. Ka jalo batho ba tshwanetse go a go a busetsa mo tirisong. Mo metseng e mebotlana motse wa Tsetseng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o ikgapetse maemo a ntlha mme ba bo ba itsamaela ka kopi e e amoganwang, setlankana le P1 500. Maemo a bobedi a tserwe ke Loologane ba tsaya setlankana le P1 000, fa a boraro a tserwe ke Kubung ba itseela setlankana le P750. Sesung o ne o di gogang kwa pele mo metsing e e da gare mme wa ikgapela kopi e e sa amoganweng, setlankana le P2 000. Motse o wa Sesung o gapile maemo a ntlha mo makgethong a le mmalwa. Maemo a bobedi a tserwe ke Gakuto fa a boraro a gapilwe ke Mmakgodi. Mo metseng e megolwane, Ditshegwane ke bone bommampodi ka go tsaya kopi e e amoganwang, setlankana le P2 500. Thamaga a tsaya maemo a bobedi fa maemo a boraro a tserwe ke Kopong. Dikgaolo-potlana tsone di ne di gaisana di le pedi fela, Letlhakeng o gapile maemo a ntlha o latelwa ke Mogoditshane. Motse wa Molepolole ka e le one fela motse o motona mo Kweneng o ne o kgaogantswe ka dikgotla tsa one, maemo a ntlha a bonwe ke kgotla ya Ratlhomelang. environment 5 Makhanselara a kgala tshwetso Makhanselara mangwe a Bokone Botlhaba a supile fa a sa itumedisiwa ke tshwetsho ya lekgotla la kabo ditsha ya go thubela banni bangwe ba go tweng ke bomaipaafela. Ba kopile modulasetilo wa khansele go tsibogela kgang eo ba re e tlogetse batho ba le bantsi mo logoeleleng. Ba buile jalo fa ba akgela mo pegong ya ga modulasetilo. Ba re e le khansele maitlamo magolo a bone ke go tlhabolola matshelo a banni e seng go ba okeletsa lehuma le kutlobotlhoko. Ba re ba tlhaloganya gore ba kabo ditsha ba ne ba diragatsa taelo ya kgotla tshekelo mme ba supa lekgotla ka monwna ba re le nnile maoto a tshupa go abela baikopedi ditsha ke ka moo ba felelang ba ikabela. Mokhanselara wa Senonnori/Boro, Rre Kenson Kgage, o supile fa baikopedi ba feta diketekete ba letile go abelwa ditsha mme a kopa ba kabo ditsha go fa khansele pego e e tletseng ya gore mo diketeng tseo ba abetse ba le kae ka ngwaga mang. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bokone Rre Nico Folae a re ba kabo ditsha ba ne ba ka bo ba batlisitse pele gore bomaipaafela ba bakiwa ke eng go na le go ba thubela. A re bangwe ba ba amegileng ke batho ba ba kobo dikhutswane fa bangwe e le dikhutsana mme a botsa khansele gore bone bao ba ya go thusiwa jang. O supile gape fa bangwe ba abetswe lefatshe mo go senang ditlamelo mme ba retelelwa ke go le tlhabolola ka ntlha ya letlhoko la ditsompelo mme ba felele ba ipaya fela gaufi le fa ba ka akolang ditlamelo teng. O ne a eletsa e kare batho ba ka abelwa lefatshe fa go nang le ditlamelo a re seo se ka rarabolola bothata jwa bomaipaafela. Mokhanselara Rre Ngatumbwe Kanzombungo wa kgaolwana ya Nokaneng/Habu le ene o ne a supa fa se lekgotla le se dirileng se ngomola pelo a tlatsa ka gore e re le ntswa tebelopele ya setshaba e rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le go kgathala ka ba bangwe ba kabo ditsha ba paletswe ke go diragatsa seo. Wa kgaolwana ya Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Sokwe o supile fa kgang eo e tshwenya e bile e sa tshwenye ka gore batho ba le bone ba ne ba itlhokomolsa tsamaiso le dikgakololo. A re e ka tshwenya fela fa e le gore ba kabo ditsha ga ba a nna le morero le bao ba ba amegileng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a supa fa botlhe ba amilwe ke tiragalo eo mme ba ka seke ba eme pele taelo ya kgotla tshekelo. A re ba kabo ditsha ba setse molao le ditsamaiso tsa molao motheo morago a tlatsa ka gore go ipaya fela ke molato go ya ka molao le ntswa go na le mabaka a a tlamang go dira jalo. politics 7 Lephata la temo-thuo le thusa moithuti E rile bosheng badiri ba lephata la temo-thuo la kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba itlama go tlhokomela moithuti mongwe wa lekwalo la boraro wa sekolo se se botlana sa Tsabong ka tsotlhe tse a tlaa di tlhokang go fitlhelela a fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa botlhano. Fa a abela ngwana yoo diaparo, molomaganya ditiro tsa temo-thuo mo kgaolong eo, Rre Nkaigwa Joel o tlhalositse fa ba thulantse ditlhogo e le badiri ba lephata leo mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go thusa ngwana yoo ka motsadi wa gagwe e le motlhoki. O kaile fa ba kgonne go kokoanya P500 go tswa mo dipateng tsa bone mme ba rekela ngwana yoo paka ya sekole le diaparo tse dingwe Rre Joel o supile fa ba ne ba itshwaraganya le mogokgo gammogo le barutabana ba bangwe le ba boipelego go ba thusa mo go tlhopheng moithuti yoo wa mosimanyana wa dingwaga tse di lesome. O tsweletse ka go tlhalosa gore fela jaaka maphata a mangwe le bone ba bone go tshwanela go otlolola letsogo ka go thusa ngwana a sale mmotlana e le tsela nngwe gape ya go mo rotloetsa go tlhoafalela dithuto tsa gagwe le go dira ka natla ka seo se ka thusa thata mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang. E rile a amogela dimpho tseo, motsadi wa moithuti yoo Mme Noma Cooper a leboga lephata la temo-thuo fela thata a supa fa thuso eo e tlaa tlisa pharologanyo mo botshelong jwa gagwe ka a sa kgone go tlhokomela bana ba gagwe ba bararo. Mme Cooper o kaile fa a itshetsa fela ka go bereka Ipelegeng mme lemme le a le bonang le sa lekane go tlhokomela bana ka a sa nyalwa. Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Mme Motshidiemang Moepi o akgotse ba lephata la temo-thuo fela thata a kaya fa ba supile mowa wa setho le bopelotlhomogi go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. BOKHUTLO education 4 Lephata le rotloetsa therisanyo le popagano Lephata la metsi le kgopo ya metsi a leswe kwa Francistown le ne le tshwere letsatsi la ngwao le go tlhoma moletlanyi wa ntlha wa mme bosheng. Maikaelelo magolo e ne e le go lemoga ngwao, peo ya moletlanyi le go go aga lefelo le le kgatlhang ebile le babalesegile gore babereki ba kgone go bereka ka natla le go ntsha maduo. Mookamedi wa lephata leo, Mme Bogadi Mathangwane, a re ba filwe moko ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka moono wa go rotloetsa mowa wa therisanyo magareng ga maphata le ba-na-le seabe le go isa ditlamelo kwa dikgaolong. A re ba ikemiseditse go latedisa moono wa ga Tautona ka go dira ditshetlana dingwe jaaka go agana e le babereki le gone go lemoga ngwao ya Setswana. A re go tsweledisa mokgwa wa therisanyo, go fana lerato le tlotlo mo lephateng la bone la metsi ba bone go tlamega go baya moletlanyi yo tla ba letlanyang go re ere bana le dikgwetlho ba lebe ko go ene go ba agisanya. Mme Mathangwane a re ba dirile ditso ka go tlhoma mme go re e nne ene moletlanyi mo lephateng la bone mo Francistown e le lantlha se se diragala ka ebile lephata la bone le tletse bo rre. A re go tswa ka ngwaga wa 1971, lephata metsi le ntse le eteletswe pele ke borre mme e le ene mme wa ntlha go le etelela pele go tsweng ka ngwaga wa 2016. A re se supa fa bomme jaanong bantse ba tlhagelela mo maemong. O tlhalositse fa se se supa fa Botswana a ya golo gongwe mo mererong ya tekatekanyo ya bong. O gakolotse Mme Rorisang Mosetlhe yo ba sa tswang go mo tlhoma fa tiro ya boletlanyi e se motlhofo ebile e batla motho a leba kgang nngwe le nngwe ka bophara go sena lefufa mme a sa gogele kobo ntlha ele nngwefela. O ne a mo kopa gape go re a ikaege ka nnete fa a tsaya ditshwetso ka se se ka dira go re a tswelele sentle mo tirong ya gagwe. Mogolwane wa kgaolo ya Francistown mo lephateng leo, Rre Lawrence Modo o tlhalositse fa maikalelo a go nna le moletlanyi e le go rotloetsa tshwarano le tirisanyo mo tirong. Rre Modo o ne a tlhalosa fa lenaneo la moletlanyi le sale le simolotswe ka ngwaga wa 2004 morago ga lephata le sena go lemoga botlhokwa jwa go nna le moletlanyi mo tirong yo o ka rarabololang mathata pele fa a ka iswa ko makgotleng a mangwe. Kgosi Tshegofatso Setumo wa Donga o ne a kgotlhatsa moletlanyi gore a seka a gogela kobo letlhakoreng le le lengwe fela mme a dirisanye le ba bangwe ka tekatekanyo. society 9 Go thubega ga dikereke go a tshwenya Puso e tshwenngwa ke go thubega ga dikereke le go runya ga tse disha ka dipalo tse di kwa godimo. Fa a bua mo thuto puisanong ya moopelo ya kereke ya Bethlehem Faith Mission kwa Serowe bosheng, mokhanselara wa kgotla ya Mannonye, Rre Keneilwe Monageng o boletse fa dikereke di runya ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele mo lefatsheng leno ka ntlha ya go tlhoka kutlwisisanyo fa gare ga badumedi, go lwela maemo le go itirisetsa dikatso tsa kereke, ka jalo a kopa badumedi bogolo thata baruti go rapelela seemo se se sa jeseng diwelang se. Rre Monageng o tlhalositse gore kereke e setse e dule boleng jo e tlholegileng ka jone gonne ke kwa batho ba le bantsi ba dirang dilo tse di maswe teng. O tsweletse a re tumelo ke selo se segolo mme e tshwanetse ya sirelediwa fela thata ka kwa ntleng ga yone lefatshe le ka tlhakatlhakana. O supile fa Botswana ele lefatshe la puso ya batho ka batho, ke ka moo mongwe le mongwe a nang le sebaka sa go sala tumelo ya gagwe morago a sa kgorelediwe ke sepe mme a sa gotlhane le molao wa lefatshe a dira tse di ka tsisang kagiso le go rapelela dilabe tse di tletseng mo lefatsheng. Mo go tse dingwe, o kopile baruti le badumedi go rapelela seemo sa dikotsi tsa difofane mo lefatsheng ka bophara. Fa a bua ka tsa moopelo, Rre Monageng o lebogetse kereke ya Bethlehem Faith Mission go bo ba bone go tshwanela go dira thuto puisano tse ka moopelo o kgona go tshetsa. A re moopelo o ruta boikgapho, lerato le kagiso ka jalo fa ba ntse ba ithuta ka one jaana, ba ithuta dilo tse dintle tse di agang motho le lone lefatshe tota. E rile a tswa la gagwe motlhatlhelela dithuto tsa mmino kwa Serowe College, Rre Pogiso Daman a leboga ba kereke e go bo ba bone go le botlhokwa go dira thuto puisano e. Rre Daman a re kereke e agiwa ka mmino ka jalo ba tshwanetse go tsaya kopelo ya bone tsia fela thata ka e bile gape mmino o aga le ene motho ka sebele. O gateletse ntlha ya gore ba tshwanetse go gatisa le go kwala dipina tsa bone gore ba tle ba di bolokele ba ba tswang kwa tlase ba tle ba bone fa bagolo ba bone ba fetileng teng. A re mo dinakong tsa gompieno, mmino o tlhama ditiro, o ntsha ba le bantsi mo mebileng, o aga malwapa e bile gape o tshedisa bangwe, ka jalo ba tshwanetse go gatisa mmino wa bone. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Itshidilo maikutlo e a matlafatsa ‘Itshidilo maikutlo e a nonotsha e bile e tiisa motho.’ Seo se iponaditse ka Mosupologo, Ngwanaatsele a tlhola gane kwa kgotleng ya Old Naledi, fa go ne go aloga dialogane tsa masiela di le masome a mabedi le borataro mo go tsa itshidilo maikutlo. Ithutuntsho eo, ya dibeke tse pedi, e ne e tsenenwe ke bana ba ba neng ba sa tswa go fetsa lokwalo lwa bosupa ba kgaolo ya Naledi, Bontleng le Babusi. E rile a bua kwa moletlong wa kaloso, mmaboipelego mo khanseleng ya Gaborone, Mme Merapelo Kesegofetse, a re ba ne ba tshwaraganetse tiro e le ba khamphani ya Ark and Mark Trust. A re itshidilo maikutlo e tlhoka lefelo le le faphegileng, le le senang le fa e le modumo e bile go sena le fa e le sekgoreletsi sepe jaaka megala, ke ka moo ba neng ba leba kwa sekgweng sa Tswapong go ya go direla tiro eo teng. O boletse fa gantsi ba dirisa naga ka e na le ditsatlholego tse di nang le bokao, tse di ka dirisiwang go sedila maikutlo. O tlhalositse fa maikaelelo magolo e le go sidila bana maikutlo gore ba tle ba itshekatsheke, ba itlhatlhobe, ba itiise ba bo ba ikitse go sena dikgoreletsi dipe. A re ba ne ba dirisa methale e tshwana le go ba botsa dipotso, metshameko, go kwala le mmino go ntsha kutlobotlhoko mo go bone. A re methale e, e thusa thata ka gore fa ngwana a sa kgone go supa kutlobotlhoko ka mothale o tshwana le wa go araba dipotso, go ka dirisiwa wa motshameko. Mme Kesegofetse o tlhalositse fa go ne go se motlhofo bogolo jang ka bontsi jwa bana e ne e le ba ba nang le kutlobotlhoko e e kwa teng, e e supileng fa bangwe ba ne ba setse ba le mo seemong sa go ikgapela matshelo. A re go ne go le thata, le gone go ka bua ka dintsho tsa batsadi ba bone. O kopile batsadi gore ba nne ba nna fa fatshe le bana ba ba tlhalosetsa ka dintsho tsa batsadi ba bone. Fa a bua morulaganyi wa lenaneo leo go tswa kwa komponeng ya Ark and Mark Trust, Mme Mpho Sebako, a re ba itemogetse gore bana gantsi fa ba supa dikai tsa go tlhoka maitseo, go tlhoka tsebe, go thuba dilwana mo lwapeng le go nna bogale go a bo go bakwa ke kutlobotlhoko e batsadi bone ba sa kgoneng go e lemoga. A re morago ga ithutuntsho e, bana ba a nonofa, ba ntshafala, ba bo ba fetoge. O kopile batsadi go nna pelotelele le go amogela seemo se bana ba tlang ka sone. A re le bone e le batsadi go botlhokwa gore ba rutuntshiwe ka go amogela diemo. E rile a tshwaela, mongwe wa dialogane a re, “Re ne ra itlhatlhoba, ra abelana mathata a rona. Metshameko e re thusitse thata go supa mathata le maikutlo a rona ka re e rata. Re ne ra batla tse di ka re thusang, ra dirisa dikai jaaka dithaba le ditlhare go supa mathata a rona. A re e tla re ka ngwaga wa 2016 a boe gape a tle go tlhola seemo sa bana ba. O ne a ba rotloetsa go itse ditshwanelo tsa bone, a boa a ba kopa go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo le mo go inaakanyeng le nnotagi. BOKHUTLO health 6 Tsayang tsia mananeo a nyeletso lehuma Go lebega bangwe batho ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana ba tsweletse ka go akola maduo a one. Le fa go ntse jalo, mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Ramokgwebana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, o akola maduo a lone. O gakolotse ba ba thusitsweng ka lenaneo lepe fela go tsaya tsia mananeo a bone gore ba kgone go a sola molemo. Mme Molina Johnson, yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2013 mme dira kgwebo ya kapei ya borotho, o gakolotse jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng. Mme Johnson a re ga go maleba gore e re batho ba sena go thusiwa ka lenaneo, ba bo ba solofela go nna ba setswe morago go dira tse ba tshwanelwang ke go di dira mo dikgwebong. A re ba tshwanetse go ititaya ka thupang go godisa dikgwebo tsa bone gore di kgone go ba inola mo lehumeng. A re ba ba thusitsweng ka mananeo ga ba a tshwanela go ithela moriti o tsididi, ba gabile gore bodiredi bo ba thuse ka sengwe le sengwe se se ka nnang le seabe mo go tswelediseng dikgwebo tsa bone. Mme Johnson o ne a fa bopaki jwa ka fa lenaneo leo le mo ntshitseng mo seemong se a neng a le mo go sone sa lehuma ka teng. O supile fa a kgonne go itirela dilo di le mmalwa tse di akaretsang go ikagela semausu le go tlhabolola matlo a gagwe. Monni mongwe wa Ramokgwebana, Mme Esnat Buka, yo o dingwaga di masome a matlhano le motso, le ene fela jalo, o ne a supa fa a akola maduo a lenaneo la nyeletso lehuma. A re o ne a thusiwa ka lenaneo la thuo ya dipodi ka 2017. A re o ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano, mo go tsone tse di lesome le bone e le tse di namagadi. O bolela fa dipodi tsa gagwe di atile, ka jaana mo nakong eno di setse di tsamaela masome a mararo, mme e bile a setse a kile a rekisa tse dingwe go bona letseno le ka lone a kgonneng go thiba fale le fale mo lwapeng. Mme Buka a re le ntswa a leka bojotlhe go tlhokomela dipodi tsa gagwe, fela o tlhorontshiwa ke bophokoje, ba a boletseng ba tlhasela bobe ka selemo. Le fa go ntse jalo, Mme Buka a re fa a ka bona letsenonyana la madi o tlaa netefatsa gore o di rekela dijo go di jesetsa mo sakeng go laola metsamao ya tsone. Kwa Kgari, e ntse e le kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba banni bangwe ba le bararo ba motse oo le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa go inaakanya le lenaneo la nyeletso lehuma go tlhabolola matshelo a bone. Bomme Hluphekile Chiraga, Annah Mankolo le Simanga John ba ne ba ipopa setlhopha mme ba leba kwa ofising ya tsa bong, kwa ba neng ba thusiwa go simolodisa kgwebo ya go adimisa tante ka 2017. Mme Chiraga a re ba ne ba isiwa kwa ithutuntshong ya dibeke tse pedi, go fiwa lesedi la ka fa tante e dirisiwang ka teng. O ne a kopa maphata a puso go ba rotloetsa ka go ba neela dithendara gore le bone ba kgone go godisa kgwebo ya bone. Mme Chiraga a re mowa wa bone wa go bereka ba le seopo sengwe ke one o thusang kgwebo ya bone go tswelela. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ramokgwebana, Rre Jaha Chakalisa o ne a re le ntswa lenaneo la nyeletso lehuma le goroga kwa motseng wa bone, fela ba thobaediwa ke tiego ya go thusiwa ga baikopedi. Le fa go ntse jalo, Rre Chakalisa o ne a akgola baikopedi ba e reng ba thusitswe ka mananeo, ba dire bojotlhe go netefatsa fa ba batla go ipona ba inogile mo seemong se ba leng mo go sone. economy_business_and_finance 3 Matlotla a a kwadisiwa Mogolwane kwa lephateng la kabo ditsha a re matlotla a tsweletse ka go kwadisiwa ka fa molaong mme go setswe tsamaiso ya kabo ya lefatshe morago. E rile a buisa makhanselara a Ghanzi mo phuthegong ya khansele bosheng, Mme Keneilwe Laetsang a re, ba lemogile fa matlotla a le mantsi mo lefatsheng, ke ka moo ba duleng ka lenaneo la go a kwadisa mme a re ba kwadisa fela a a nang le dingwaga tse di masome mararo kana kwa tlase ga foo. Mme Laetsang a re, ba simolotse go kwadisa matlotla mo metsaneng ya Tsootsha, Karakubis le Ncojane mme ba a go tswelela ba kwadisa le mo metseng e e mabapi. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Senaki Sethibane ene a re lekgotla la kabo ditsha le tshwanetse la ya kwa bathong go ba tlhalosetsa ka lenaneo la go kwadisa matlotla. Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Director Tlharese, o supile fa dingwaga tse di masome mararao di le dinnye fela thata ka a re matlotla a mangwe ke a bogologolo. Fa a araba dipotso, Mme Laetsang o ne a re ba setse melao ya lefatshe morago ke ka moo ba amogelang fela matlotla a a nang le dingwaga tse di masome mararo kana kwa tlase ga foo. A re molao o dumela gore fa di feta foo jaanong lefatshe ga e sa tlhole e le la gago o a bo o le latlhile. Bokhutlo society 9 Dikomiti tsa ditlhabololo di kgothadiwa go itsolopanya Mokwaledi wa khansele- potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o kopile dikomiti tsa ditlhabololo go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng. Fa a bua kwa thuto-puisanyong ya dikomiti tseo kwa Maun bosheng, Mme Seemule o supile fa go tlwaelesegile gore dikomiti tsa ditlhabololo ke tse di buang ka matlo a a hirisiwang le tlhabololo ya ditsela fela. Mme Seemule a re nako e gorogile jaanong ya gore maloko a dikomiti tseo ba gagamatse ditomo ka seo se ka lemotsha setshaba gore ba rwele boikarabelo jwa go laola sengwe le sengwe mo metseng. “Ditlhabololo di simolola kwa moding, ka jalo le tshwanetse la ala mealo le go itirela ditogamaano tsa ditlhabololo go simolola gone kwa dikomiting tsa lona,” ga bua mme Seemule. A re go akaretsa setshaba mo go tsotlhe tse ba di dirang go botlhokwa ka go ka dira gore setshaba se ba eme nokeng ka ba tlaa bo ba tlhaloganya kwa go iwang teng. A re maloko a dikomiti tsa ditlhabololo a tshwanetse a nna matlho a puso kwa metseng, gore ba tsamae ba lekola ba ba akotseng mananeo a puso le go ba gakolola gore puso e kgone maitlamo a yone a go nyeletsa lehuma. A re go lekola ba ba tsereng mananeo a puso go ka tiisa batho ba go nna jalo moko gape go ka rotloetsa mowa wa go bereka mmogo. “Le tshwanetse la tlhaloganya tikologo ya lona, gore e le tshwaretse eng, gore e ka dirisiwa jang, seo se ka le thusa go tswa ka megopolo ya gore le ya go e tlhabolola jang,” ga bua mokwaledi. Mongwe wa ba ba neng ba tseneletse thuto-puisanyo eo, Mme Akolang Mogogi go tswa kwa Boseja mo Maun o ne a akgola dithuto tseo, a supa fa di ba butse matlho. Mme Mogogi o supile fa ba ne ba sa itse mangwe a maikarabelo a bone. O solofetsa fa ba tlaa fetola ka fa ba dirang dilo ka teng. “Nna ke le mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo kwa kgotleng ya Boseja ke ithutile gore ke tswanetse ka nna le motshwaramadi ka nako tsotlhe gore ke kwale sengwe le sengwe se se diragalang, ka gore go baya sengwe le sengwe mo mokwalong go ka re direla tiro motlhofo.” A re o ikaelela go ya go diragatsa tse ba di rutilweng jaaka go tsamaya a lekola mananeo a puso mo motseng. “Re ntse re sa tsamae le mananeo a puso, mme ke solofela gore morago ga dithuto tse re ya go nna matlho a puso jaaka re kopilwe,” a tlhalosa. A re ba ba filweng lenaneo la ditshingwana tsa merogo ba nna ba ngongorega ka metsi. A re e ya go nna maikarabelo a bone go ba gakolola gore ba tswe ka methale e mengwe fa metsi a kgadile jaaka go gelela metsi kwa nokeng ka gore ba fiwa ditanka tsa dijojo. O ne a kopa banana go nna le seabe mo dikomiting tsa ditlhabololo tsa metse. A re ba ka tla ka megopolo e e botoka ka gore ba santse ba le bannye. A re banana ba tshwanetse ba lemotsha setshaba gore ba setse ba na le bokgoni le gone gore dikomiti tsa ditlhabololo ga se tsa bagolo fela. Maikaelelo a thuto-puisano eo, e e tsereng malatsi a le mabedi, e ne e le go amogana le ba dikomiti tsa ditlhabololo ka boikarabelo jwa bone le go ba fa maele le methale e ba ka e dirisang go gatela pele. politics 7 Kgosi o lela ka tsela ya Tshokwe-Tobane Kgosi Itumeleng Pelotona wa Tshokwe kwa kgaolong ya Legare a re tsela ya Tshokwe/Tobane e botlhokwa mo go tsiseng ditlhabololo kwa motseng wa bone. Fa a bua mo potsolosong, Kgosi Pelotona o boletse fa nako e tsile gore puso e tshele tsela e sekontere. A re go tlhoka tsela go na le seabe mo ditlhabologong tsa motse wa gagwe tse di tlang ka go rotha. A re dikoloi tsa setshaba le tsone ga di tsamaele kwa motseng ka ntata ya tsela ee maswe. Kgosi Pelotona a re banni ba Tshokwe ba sokola go ya toropong ya Selebi Phikwe ka go sena dipalamo tsa setshaba. A re seemo sa tsela e ga se jese diwelang ka e tsaya nako e telele go gopiwa. Kgosi Pelotona o ne a lela gape ka borogo jo bo tshelang noka ya Molabe. A re ka dinako tsa pula, morafe ga o kgone go tlola noka eo, ka jalo e tlhoka go direlwa borogo go nolofatsa botshelo jwa banni. Kgosi o ne a tlatsa ka gore fa pula e nele, ba tsamaya sekgala se se leele go ya go tsaya ditlamelo kwa Selebi Phikwe. A re ba tlamega go kgweetsa dikhilomethara tse masome mabedi ba ya Robelela e be ba tsamaya gape sekgala sa masome mane a dikhilomethara go ya Mmadinare mme ke gone ba kgone go ya kwa Selebi Phikwe. A re go setse go le dingwaga ngwaga ba tshela botshelo jo mme ba kopa go tsenyetswa borogo gore ba kgone go tlola noka ya Molabe. Kgosi o kopile dikhamphane tse di ikemetseng go thusa puso go tlhabolola matshelo a Batswana, a tlatsa ka gore puso ga e kake ya kgona ele nosi ka e lebagane le dikgwetlho tse dintsi. politics 7 Go akgola mmereki konokono Motlhatlhelela dithuto tsa Sekgoa kwa unibesithing ya Botswana, Professor Thapelo Otlogetswe, a re go botlhokwa gore maphata a puso a kgothatse badiri ka go leboga ba ba dirang ka natli. Fa a bua kwa moletlong wa kabo dieetsele ya khansele ya kgaolo ya borwa kwa Kanye bosheng, Prof. Otlogetswe a re go botlhokwa gore bodiredi jwa puso bo kgothadiwe ka e le bone bakgweetsi ba mmammang ba mananeo a puso. A re modirelapuso ope fela yo o sa itumelang ga a kake a nna le seabe mo go thuseng puso go fitlhelela maitlamo a yone. Ka jalo, Prof. Otlogetswe o akgotse maiteko a khansele a go godisa tsamaiso ya go dira ka natla ka go atswa ba ba dirileng sentle. O tlhalositse fa kabo dietsele eo e ne e itebagantse le ba ba dirileng sentle ngogola. Prof. Otlogetswe o gakolotse badiri bao go dira ka boitekanelo, thokgamo le botlhoka-kgopo go sa kgathalesege gore a mongwe o ba beile leit.ho kana nnyaya. “Le maoto le sefatlhego sa ga puso, fa lo sa nne maoto a a bofefo fa lo thusa badirisani ka tlotlo, pheletsong ba tlaa bo ba latlhegelwa ke tshepo mo go pusong,” a tlhagisa jalo. Go gatelela ntlha ya gagwe, o file sekai ka monna mongwe wa Mojeremane yo o neng a etela mmetli mme a makadiwa ke gore bongapo jo e seng jwa sepe mo setshwantshong se se boleele jwa dimethara di le lesome bo dirile gore se seka sa dirisiwa ka jalo mmetli yo a tlamega go simolola sesha. “Fa ele gore modingwana o, o boleele go le kalo, emang a tlaa itseng gore o ngapilwe mo nkong,” Mojeremane a botsa mme mmetli a mo fetola ka monyenyo a re, “ke tlaa itse.” Prof. Otlogetswe a re go dira ka botswapelo go tswa botengnyeng jwa motho. O gakolotse khansele go netefatsa fa dietsele e le tsa ba ba dirileng ka bokgabane gore di nne le boleng go botlhe ba ba di amogetseng le ba ba sa kgonang go filthelela. Prof. Otlogetswe are khansele e ka fitlhelela maitlamo a yone fa bodiredi jwa yone bo ka nna seopo sengwe go tswa kwa tlase go ya godimo. Mothusa modulasetilo, Rre Thamiso Chabalala o gakolotse bodiredi gore bone maitlamo ke go thusa setshaba ka natla. Rre Chabalala o gwethile bagolwane go thusa ba ba ba okametseng go itshepa. A re go botlhokwa gore bagolwane ba rurifatse fa mongwe le mongwe a itse tiro gore go se itshupe fa mongwe a seyo. A re fa o ka bona e re fa motho a sa theogela a bo a leletsa kwa madirelong a tlhola gore a dilo di apere tshiamo, se e a bo e le sesupo sa gore sengwe ga se dirwe sentle. BOKHUTLO politics 7 Boimana jwa banana bo a tshwenya mo Maun Modulasetilo wa Khansele potlana ya Maun, Rre Mmuedi Modiegi a re boimana jwa banana bo a tshwenya mo kgaolong eo. Rre Modiegi o buile seo fa a bula khansele potlana ya Maun beke eno, a supa fa go kwadisitswe dikgetsi tsa boimana jwa banana di le makgolo a ferabongwe le bongwe (91) tse di kwadisitsweng magareng ga kgwedi ya Phukwi le Lwetse mono ngwaga. O tlhalositse fa palo e e masome a marataro le bobedi ya bana bao, e le ya banana ba Maun fela, fa ba le bane e le banana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano. Le fa gontse jalo, Rre Modiegi o supile fa ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo ba Ngami District Health Management Team (DHMT) ba na le maikaelelo a go simolodisa lenaneo la “#monana ithate go lwantshanya le bothata jwa go ima ga banana. Ka jalo, Rre Modiegi o tlhalositse fa kokelwana ya Matshwane e tla a fetolwa go nna e e botsalano le ditirelo tsa banana. O supile fa lenaneo la #monana ithate, le tla a itebaganya le go fa banana ditlamelo le go ba rutintsha ka tsa tlhakanelo dikobo, go ikitse le go itlhokomela. Fa akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele potlana eo, Mokhanselara wa kgaolo ya Kgosing Rre Galaletsang Mhapha, o ne a supa fa go se maleba go bo gotwe banana ba rutintshiwe ka botlhokwa jwa tlhakanelo dikobo, a re seo ekare ke go rotloetsa banana go inaakanya le tlhakanelo dikobo. Ka jalo, Rre Mhapha o ne a re batsadi le baeteledipele ba tshwanetse go tshwara ka thata go itsa banana go tlhakanela dikobo, e seng go ba fa tetla le thuto ya go dira jalo. O ne a re bokopano mo senngweng sa dikolo tse di kgolwane mo Maun, bo supile fa banana ba Maun ba ba tsenang dikolo, ba tlhakanela dikobo ka dipalo tse di kwa godimo, e bile ba dira le dilo tse di hakgamatsang jaaka tlhakanelo dikobo ya ditlhopha a re seo se supa fa banana ba senyegela pele. education 4 MENCARE e ruta ka kgodiso ya ngwana Motsamaisa mokgatlho wa Men Care o o rotloediwang ke ba Stepping Stones International, Rre Salani Gambule o boletse fa borre ba na le dikgwetlho tse di farologaneng fa go tla mo kgodisong le tlhokomelong ya bana. Fa a bua kwa Letlhakeng bosheng, Rre Gambule o boletse fa borre ba a kopaneng le bone ba sa tlhole ba nna le bommabana ka mabaka a a farologaneng. A re borre bao ba ne ba kgaogantswe ka ditlhophana go tswa ka mabaka a a dirang gore ba kgaogane le bommabana ba bone. Rre Gambule a re borre ba boletse fa mabaka a go tlogelwa ke bommabana a akaretsa go tlhoka madi a go tlhokomela ngwana le go nna le bana ba sale ba botlana ka jalo ba tlhabiwe ke ditlhong gore batho ba tla a ba tshega mme ba tlogele bommabana. O tsweletse a kaya gape fa bangwe ba re ba tlogedisiwa go tlhokomela bana ke mabaka mangwe a ngwao a tshwana le go elediwa go bona bana ba bone ba sale bannye mme ba tsamaele ruri. O kopile borre go tlhokomela bana ba bone le fa ba kgaogane le bommaabone, a bolela fa go se thata go itsalanya le ngwana wa gago le fa o sale o kgaogane le ene.A re borre ba tshwanetse go tshwaraganela tlhokomelo ya bana ba bone le bakapelo ba bone go supa fa ele batsadi ba ba kgathalang. O kgadile mogopolo wa bakapelo wa go buela diphiri fa pele ga bana mme a rotloetsa borre go nna le bana fa ba setse ba itse gore ba na le boikarabelo jwa go ba tlhokomela.O tlhalositse gore ngwana yo o golang a sena tlhokomelo ya batsadi ka bobedi ga a gole sentle e bile go ama le dithutong tsa gagwe kwa sekoleng education 4 Maphata a tshwanetse go thusa Mothusa-tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re puso e laetse gore maphata otlhe a yone a tsenye letsogo mo lenaneong la go thusa banni ba ba kgakala le ditlamelo. Fa a lekodisa banni ba Sehunou ka lenaneo leo ka Labobedi, Mme Tshireletso a re ntswa ba sale ba rotloetsa maphata go tsaya karolo fa lenaneo leo le simolola ka 2010, khuduthamaga ya puso e ne e ise e laole jalo. A re mo nakong eno khuduthamaga e laotse gore maphata otlhe a itlame go thusa ba ba kgakala le ditlamelo, e bile a tshwanetse gore a wetse tema e ba tlaabong ba e segetswe mo ngwageng tse di lesome. “Fa molaodi le mokwaledi wa khansele ba re ba Sehunou ba tlhoka thuso maphata a tshwanetse go ema ka dinao go thusa” a tlhalosa Mothusa tona o ne a supa fa maiteko a go agela batho ba metse eo matlo, go ba thapa mo ipelegeng ka dipalo tse dibotoka fela thata, le go ba thapa mo ditirong tsa puso go ntse go tsweletse. Mme Tshireletso a re mo nakong eno go setse go thapilwe batho ba metse eo bale makgolo a mane le metso e mene mo maphateng a a farologanyeng a puso. O ne a supa gape gore lephata le le duelelang bana ba ba yang kwa dikoleng tsa ithutelo tiro le setse le thusitse bana ba metse eo bale makgolo a marataro le masome ale boferabobedi le metso e mene, fa dikhansele di setse di thusitse bale makgolo a ferang bobedi le masome a mararo le metso e mene mo dithutong tsa tiro tsa diatla. O ne a supa matshenyego gore bangwe ba ba fiwang dithuso tsa puso ga ba di tlhokomele, bogolo jang batho ba ba fiwang dithuso tsa dipodi le dikgomo, a re gole gantsi ba tlhaba dipodi ba di je. Fa a tsibogela mafoko magwe a banni ba koo, ba ba kaileng fa ele ba morafhe wa Bakgalagadi, ba ba neng ba ngongorega ka gore go thusiwa batho ba morafe wa Basarwa mo lenaneong leo fela, Mme Tshireletso a re se gase boammaruri. O ne a kgala kgang eo a sa kgwe mathe e bile a kopa banni ba kgaolo eo go tswa mo dikakanyong tsa mofuta oo, a re ba tla rotloetsa semorafe se se ka kgoberang kagiso ya bone. Le fa go ntse jalo, a re fa ele gore kgang ya mofuta oo e ka tswa e diragala ka tsela nngwe, batho ba ba dirang jalo ba tshwanetse go begelwa boeteledipele. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Onalethata Mathakwaneng o ne kopa koketso ya matlwana a borutelo, a tlhalosa fa go tlhaela matlwana a borutelo a le lesome le botlhano mo godimo ga a a mane a a leng teng. Mme Mathakwaneng a re seemo se, se ka ama thuto ya bana ka bana bale bantsi ba tsenela kwa ntle. O ne gape a supa letlhoko la matlo a barutabana a re badirela puso bale lesome le borerabobedi ba tlhoka boroko, a supa fa barutabana ka bontsi ba tsoga kwa Serowe. O ne gape a kopa tlhatloso ya kgotla le phatlalatso ya motlakase le metsi mo motseng gore batho ba kgone go akola ditlamelo tseo. O ne a kopa gore go okediwe dipompo tse di nosang setshaba. Fa a amogela tona mo motseng wa gagwe Kgosi Madala Sianang Gabagopolwe o ne a kopa gore kgotla ya bone e tlhatlosiwe maemo le koketse ya matlwana a borutelo. politics 7 Molaodi o rotloetsa balemi-barui go ititaya ka thupana Mothusa mookamela mapodisi a Palapye, Assistant Superintendent Maimane Phele a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi go sireletsa lefatshe. O buile jalo mo puthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mapodisi kwa kgotleng ya Serorome kwa Palapye bosheng. Rre Phele a re ditharabololo tsa borukutlhi di mo setshabeng ka go bo sepodisi se ntshitse mananeo a a fang setshaba dithata tsa go lwantsha borukutlhi mo dikgaolong tsa bone. O kaile fa borukutlhi bo ka fenngwa fa mongwe le mongwe a ka tsenya letsogo go bo lwantsha. A re tsamaiso ya Setswana e ka dirisiwa mo malwapeng go lwantsha botlhokatsebe jwa bana, a kaya fa nako dingwe go le thona gore batsadi ba biletse ngwana yo o duleng mo tseleng mapodisi go na le go kgalema. Rre Phele a re batsadi ba ka tshwaragana le dikgosi, bagolo ba motse le bommaboipelego go kgalemela bana ba ba inaakantseng le borukutlhi. O kaile fa go ngomola pelo go bo bokamoso jwa bana bo senyega ba sale bannye e bile ditoro tsa bone di felea di phirima ka ntlha ya borukutlhi. A re bangwe ba bana ba supa fa ba inaakantse le borukutlhi ka go bo ba sotlega, selo se a reng ke legotlho fela le le senang lepele le lemorago ka go bo goromente a ntshitse mananeo a ba ka a dirisang go fetola matshelo a bone. Rre Phele a re borukutlhi bo tshwana le go utswa, go thujwa ga matlo le mabentlele go utswiwa dithoto, go thukutha ka dikgoka, polao, go tshosetsa go bolaya le bogodu jwa leruo le e tsweletse ka go golela pele. Rre Phele a re ngwagatlola ba gatisitse melato ya polao e roba bongwe fa ngogola ba gaitsitse e le lesome le bobedi mme a supa gape fa ba gatisitse melato ya go thujwa ga mabentlele e le masome a marataro le borataro ngwagatlola fa ngogola ba ne ba gatisa e le masome a supa le bobedi. A re mo dingwageng tse pedi tse di fetileng ba gatisitse melato e le makgolo a mabedi, masome a marataro le bone ya bogodu jwa leruo. O kaile fa ba itemogetse gore go na le batswakwa ba ba nnang mo Palapye e se ka fa moalong, a supa fa bangwe ba bone ba amega mo dikgannyeng tsa borukutlhi. A re bangwe ba banni ba Palapye ba rotloetsa borukutlhi ka go bo ba hirisetsa batswakwa mme e bile bangwe ba ba thapile mo malwapeng a bone ntswa ba itse gore ga ba na dipampiri. Rre Phele a re dikgang tsa kgokgontsho le tiriso bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ke dingwe tsa dikgang tse di sa jeseng diwelang, a supa fa gangwe le gape ba begelwa dikgang tsa kgokgontsho kwa malwapeng. A re bangwe batsadi ga ba tlhokomele bana,selo se se feletsang se baka gore ba dirisiwe botlhaswa. Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa setshaba le mapodisi, Rre Baboloki Machacha a re bangwe batsadi ba rotloetsa borukutlhi ka go bo ba dirisa dilwana tse di utswilweng ke bana mme e bile a supa fa go na le bangwe ba ba rekang dithoto tsa bogodu. Rre Machacha o ne a kopa setshaba go nna podimatseba, a kaya fa manweenwee a tsweletse ka go tsietsa batho kwa mafelong a tshwana le mabentlele, a kaya fa bangwe ba dirisa maranyane a facebook ba supa fa ba rekisa dithoto dingwe mme kwa pheletsong ba amoge setshaba madi. environment 5 Tikologo e e phepa e babalela botsogo Mogokaganyi wa ditirelo tsa mananeo a nyeletso lehuma kwa Francistown, Rre Louis Mlilo, a re bophepa bo ka thusa go lwantsha dikgang tse di tlhotlheletsang lehuma. Rre Mlilo o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re mangwe mabaka a lehuma ke a a tlhokang phephafatso. A re bangwe batho ba tsweletse ka go amiwa ke lehuma ka jaana ba na le mowa wa boitseme go ka phepafatsa tikologo e ba nnang mo go yone bogolo thata mo malwapeng. O boletse fa bophepa bo o fa seriti e bile bo rotloetsa kelelo le pabalesego ka jaana bo dira gore dilo di faphiwe, tse di sa tlhokegeng di latlhiwe ka tsela e e babalesegileng, tse dingwe di bewe ka maemo a a kgatlhisang. Rre Mlilo a re go tlhoka go diragatsa bophepa ka dinako tsotlhe go baka kgotlelesego ya tikologo e phelelong e ka tlhagogisang malwetse le tse dingwe tse di ka bayang matshelo a batho ka fa mosing. Go sale foo, Rre Mlilo a re ntswa maano a go ka nyeletsa lehuma a tsweletse ka go atolosiwa a bo a tokafadiwa, sebe sa phiri ke gore bangwe ba ba a filweng ga ba nne tlhaga. A re bangwe ba go nna jaana ga ba na sepe se se fetogileng se go ka tweng ke maduo a dithuso tse ba di filweng. Rre Mlilo o bile a re maikaelelo a mananeo a ga se go ntsha ope ka luso logolo, a re batho ba a tshwantshanye le ditiro ka go farologana tse bontsi bo phakelelang kwa go tsone e bile di tsewa ka tlhwaafalo, e re morago ba bone dikatso. A re se se pharologanyo ka mangwe mananeo a e bile se kgatlhisa ke gore a mangwe a bogadi bo gaufi ka jaana dikatso tsa one di tsena gangwe le gape. environment 5 Mogolwane o kopa balwetse go babalela botsogo Mogolwane wa sepatela se se botlana sa Good Hope, Mme Monicah Dikupe, a re ga a
itumedisiwe ke balwetse bangwe ba ba sa babaleleng botsogo jwa bone. A re balwetse ba go nna jalo ba emisa go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV. E rile a bua mo phuthegong ya
kgotla kwa Metlojane bosheng, Mme Dikupe a re go tlogela dipilisi tse, go
borai fela thata ka a re go koafatsa mmele mo e reng jaanong fa balwetse ba di
 simolola sesha go nne thata gore ba tokafale mo nakong e khutshwane mo bontsi
bo felelang bo tlhokafala. A re selo se sengwe se se
tshwenyang ke gore balwetse ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare o, ba nna fela
ba sa bone dingaka jaaka ba tshwanetse, mme a re selo se se borai fela thata ka
gore go tshwanetse ga bonwa gore a mme dipilisi di dira sentle mo mmeleng wa
balwetse le gore masole a mmele a a fokotsega kgotsa a a oketsega. Mme Dikupe o ne a tlhalosa fa
go sa eteleng ba bongaka morago ga dikgwedi tse tharo dingwe le dingwe jaaka e
le tshwanelo go kgoreletsa tsamaiso ya go nna jalo. O kopile banni ba Metlojane go rotloetsa balwetse kwa malwapeng
a bone ba ba nwang dipilisi tsa diritibatsi le go ba fa lorato , a re fa go na
le yo o ganang go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba itsise ba sepatela gore go
tsewe kgato nako e sale teng, ba seka ba emela gore balwetsi ba gatelelwe a bo
e le gone ba begelang ba botsogo. Mme Dikupe a re ga a
itumedisiwe ke seemo se o fitlhelang balwetse ba robaditswe ko sepatela mme ba
sa tlholwe. A re ga se gore fa balwetse ba le kwa sepatela ba tshwanetse go
tlhokomologiwa, go tlogeletswe ba booki ba le bosi, a re go dira jalo go
utlwisa balwetsi botlhoko mo go felelang go ama botsogo jwa bone go ba go dira
gore ba nne le boitlhobogo mo go reng ba tlaa tokafalala. Mme Dikupe o rotloeditse
banni gore ba itse fa ba na le tshwanelo ya go itse ka seemo sa bolwetsi jwa
balwetse ba bone fa ba robaditswe kwa sepatela, o ba kopile go seke ba emela
nako ya fa molwetsi a gateletswe fela a bo e le gone ba botsang dingaka gore
seemo ke eng,a re le fa molwetse a sidilega ba tshwanetse ba itse gore seemo sa
bolwetse ke sefe. E rile a ba tlhalosetsa a ba
bolelela gore ga se gore mongwe le mongwe o tlaa bolelelwa ka seemo sa botsogo
jwa molwetse a re batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse seemo sa bolwetse
jwa balwetse ba bone ke batsadi,bana ,monna kana mosadi wa molwetse. A re
bolwetse ke sephiri sa motho ka jalo ke gone mo go ka sekeng ga bolelelwa
mongwe le mongwe. Fa a tswelela Mme Dikupe a re
lenaneo la go thibela mogare go tswa mo go mmangwana go ya ko loseeng le
tsamaya sentle mme a re o sebete se molangwana ka gore borre ba boutsana go tla
le bakapelo ba bone kwa dikokelong. O rotloeditse borre go tla le
bomme ba bone kwa itlhatlhobong le tshidilo ka nako ya boimana ka jaana ngwana
e le wa batho ba le babedi e bile bobedi joo bo tshwanetse jwa itlhatlhoba
mmogo le go etela bookelo mmogo ka dinako tsotlhe go fitlhela lesea le belegwa. O rotloeditse batsadi go
direla bana ditlankana tsa matsalo a re batsadi ba tswhanetse gore e re ba
etela bookelo dibeke tse thataro morago ga pelegi ba bo ba tshotse ditlankana
tsa bana tsa matsalo e seng gore ba letele nako ya ngwana a ya go kwadisiwa ko
sekoleng a bo e le gone ba tabogang ba di batla,a re go dira jalo ke go tlhoka
boikarabelo ga motsadi. Mongwe wa banni Rre Gosiame
Molefe o ne a re badiri ba sepatela ka bontsi ja dinako ba lathelela balwetse,
a re gantsi ba thusa fela balwetse ba ba gateletsweng a re mme selo seo ke sone
se kgobang morafe marapo go ya go itekodisa ba bongaka. Rre Molefe o ne gape a
ngongorega ka dipilisi tsa madi a matona a re ga di yo mo dikokelong ,mme a
supa fa ba sokola,a re mme le fa matshwenyego a le kalo gone bangwe badiri ba a
leka,a re e kare ba bangwe ba ka rotloetsega. health 6 Monana o galaletsa lenaneo E re fa banana bangwe ba santse ba le ‘bete se molangwana gore a mananeo a puso a ka ba namola mo lehumeng le mo letlhokong la ditiro, bangwe ba tshwana le Rre Alex Maikano wa Motokwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ga ba kgale mathe go kaya bomolemo jwa mananeo ao ka a tsisitse pharologanyo mo matshelong a bone. Mo potsolotsong bosheng, Rre Maikano yo e leng mookamela khamphani ya Alexandra Holdings a re e ne ya re go lemoga fa letlhoko la ditiro e le kgwetlho segolo jang mo bananeng, a ikamanya le mananeo a puso go itlhamela ya gagwe kgwebo. A re ofisi ya banana e mo file P99 900 ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) mme a bula kgwebo e e itebagantseng le thuo ya dikgomo. Rre Maikano a re o kgonne go reka tsotlhe tse di tlhokafalang go simolola kgwebo ya gagwe, e a supang fa a le motlotlo ka yone ka go bo e tsweletse ka go tokafatsa botshelo jwa gagwe le ba ga gabo e bile a ipelafatsa ka go bo a kgonne go tlhamela monana mongwe phatlha ya mmereko. O boletse fa a kgethile mofuta o wa kgwebo ka a godile a rata thuo. A re o inaakantse le go anya bogakolodi le boitseanape mo batsading ba gagwe ka go tlhokomela leruo mme a re go mo thusa fela thata go hema malwetse le dipe fela tse di ka kgoreletsang go ata ga leruo Monana yoo, yo o tlhalosang fa katlego ya gagwe e ikaegile ka lorato le bopelotelele o supa fa kgwebo e dira sentle fela thata ka jaana kgaolo ya Letlhakeng e siametse thuo, a kaya fa dikgomo tsa gagwe di atile mo go mo fang tsholofelo ya gore e tla re mo dingwageng tse di tlang a bo a balelwa mo baruing ba bagolo ba lefatshe leno e bile a tlhametse bontsi jwa banana diphatlha tsa mebereko. A re ntswa kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho dingwe di akaretsa go phatlhalala ga leruo ka nako ya dipula, malwetse le tlhaelo ya lefatshe la mafudiso seo ga se mo kgobe marapo ka jaana a dira se ka lerato e bile a ikiteile sehuba gore kgwebo ya gagwe e gole. O supile gape fa a ikemiseditse go lwantshana le difatlhi tse di ka mo emang pele ka jaana a tlhaloganya sentle fa go sena sepe se se leng bonolo mo botshelong mme fela a leboga ba lephata la banana go ba isa dithutong go ya go ba tlhatlhelela ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng le maele a go e batlela mmaraka. O gakolotse balekane ba gagwe go ikgapha mo go tse di ka ba senyetsang bokamoso mme a ba rotloetsa go ikemela ka dinao ka go ikopela dithuso tsa mananeo a puso go itlhamela mebereko, a kaya fa puso e dirile go tlala ka diatla mme go saletse bone fela go supa boikarabelo. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go fokotsa dikgwetlho tse di lebaneng banana mme a kaya fa seabe sa batsadi se le botlhokwa thata mo go lemotsheng banana ka bomosola jwa go latedisa mananeo a puso le gone go ba fa kemonokeng le bogakolodi fa ba setse ba tsene mo dikgwebong. economy_business_and_finance 3 Nnotagi tshaka e e magale mabedi Tiriso ya nnotagi ke tshaka e e magale mabedi ka gore sengwe le sengwe se motho a se dirang a le mo kgatelelong ya diritibatsi e ka mo tsenya mo diphatseng. Tiriso botlhaswa ya nnotagi e ama maitsholo ga mmogo le botsogo jwa motho. Se se builwe ke Kgosi Captain Bagatiseng wa Mmaphashalala, mo phuthegong ya kgotla kwa Mmaphashalala mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng. A re diritibatsi le nnotagi ke bolwetse mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore diritibatsi tse di dirisiwang thata mo Mmaphashalala ke motokwane le go nwa bojalwa phetelela. O tswelela a tlhalosa fa se, se tshwenya fela thata,mme a kopa batsadi go kgalema bana ba bone ga mmogo le go tla ka ditharabololo tsa sennela ruri. Kgosi a re maduo a nnotagi ke a a seng monate gotlhelele,jaaka go baka bolwetse jwa tlhaloganyo le dikotsi tsa tsela tse di bakang dintsho le dikgobalo tse di masisi magareng ga tse dingwe. A re batho ba ba dirisang diritibatsi le bojalwa ba tshabelelwa ke go dira melato e tshwana ya kgokgontsho mo malwapeng,ditlhapa le dipolaano. O tswelela a tlhalosa gore motokwane o gogelwa fela mo pontsheng mo malatsing a gompieno,a tlatsa ka gore bogologolo o ne o gogelwa kwa ntle ga motse mo sephiring. “Malatsi a ke mokgabo go ja motokwane,”a tlhalosa. A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore malatsi a le bomme le bone ba ja motokwane. Ka go rialo a re o ipotsa gore fa bomme le bone ba inaakantse le nnotagi jaana a mme bana ba tlaa godisiwa sentle ga mmogo le gone go tlhokomelwa sentle. A re o eletsa gore puso e oketse dikatlholo tsa batho ba ba tshwarwang ka motokwane,a tlatsa ka gore tsa gompieno di kwatlase fela thata ke ka moo batho ba tsweletseng ka go dirisa diritibatsi. O boletse fa puso e dirisa madi a mantsi thata mo go alafeng bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo itiretsweng kabomo ka ntlha ya tiriso ditagi. Mo go tse dingwe, a re diritibatsi le nnotagi di rotloetsa kanamo ya malwetse a a tshwanang le mogare wa HIV/AIDS ka fa motho wa teng a di jele go nna thata go ka laola maikutlo ka nako ya tlhakanelo dikobo. O tsweletse a kgothatsa batho go emisa go kopanya bojalwa le kalafi e ba e fiwang ke ba bongaka, a bo a tlatsa ka gore seo se le borai. Kgosi Captain Bagatiseng o ne a kopa batho go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo,mme ba emise motokwane le bojalwa. health 6 Ba Goo-Tawana ba a itharabologelwa Batawana ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go somarela lefatshe la bone le matlotlo a lone. Tumalano e, e dirilwe mo phutegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi yo o neng a lekodisa banni ka dikgang tsa palamente le gone go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong ya palamente ee tlang. Banni ba supa fa lefatshe la bone le tlaa ba tswa diatleng mme ba felele ba nna batshabi mo mafatsheng a a mabapi. Ba re go ngomola pelo gore e bo lefatshe la bone le le mo diatleng tsa batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele le ntswa borabone mogolo ba ne ba le somaretse ga mmogo le matlotlo a lone. Ba re le ntswa mopalamente wa bone yo gape eleng kgosikgolo a tshware ka natla go emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng, go botlhokwa gore morafe le one o mo eme nokeng ka jaana a ka se kgone a le nosi. Banni ba re kgaolo ya bone e humile dilo tsa tlholego tse di ka tokafatsang itsholelo ya bone mme go lebega ba phuthile mabogo fela go sena sepe se ba se dirang le ntswa kgaolo ya bone e itsege thata ka go aparelwa ke lehuma la nta ya tlhogo. Mongwe wa banni, yo gape eleng lebutswa-pele la Goo-Tawana Rre Kesielwe Ledimo o ne a tlhalosa fa morafe o sa tshwaragana e bile go sena morero o o tlhapileng. A re fa ba ka dira dilo ka morero seo se tla tsisa kagiso le tlotlo fa gare ga bone mme ba fitlhelele maikaelelo a bone. Rre Philip Wright le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa tshwaragano le neelano e ka isa kgaolo ya bone kwa mankalekaleng. O ne a leboga mopalamente go bo a bone go tshwanela go tla go ba baya pele mananeo a a dumalwaneng kwa palamenteng a supa fa kgaolo ya bone e aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi. Rre Wright a re nako e tsile ya gore ba ikemele ka dinao ba sireletse matlotlo a bone gore a sologele morafe mosola. A re ba nale makgobokgobo a mantle a go utlwalang jaanong a tla kwadisiwa ke ba lephata la ditso go nna a a sireletsegileng lefatshe ka bophara. Kgosi David Ramokwena ene o supile fa go le botlhokwa gore go tlhamiwe komiti e e tla gakololang kgosi, a supa fa batla fetwa ke dilo tse di mosola mo kgaolong ya bone. A re ba lemoga maiteko a kgosikgolo ya bone mo go bueleleng lefatshe le matlotlo a bone mme jaanong a re o lemoga gore o tlhoka bathusi. Kgosi Ramokwena a re gompieno jaana ba tshela le kgomo mme ga e na boleng ka jaana ba aperwe ke leuba e bile bontsi jwa leruo bo sule ka dipalo tse di kwa godimo. A re ene o setse a iphotlhere fela ka tsa gagwe di sule di le 250 ka ntlha ya leuba le bolwetsi jwa tlhako le molomo. A re ba nale dikgang tse di senang ditharabololo le ba matlhabelo a Botswana Meat Commission ka jaana ba ja dikgomo tsa bone sesolo ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase. A re tona wa temo-thuo o itse ka seemo sa bone ka a ne a ba solofeditse go rarabolola mathata a bone mme nako kgolo ke eno. Le fa go ntse jalo Batawana bane ba amogela mogopolo wa go tlhama komiti e e tla gakololang ba bogosi, ba tlhalosa fa komiti eo e tlaa bo e emetse dikeletso tsa morafe. E ne e rile go le pele mopalamente Rre Moremi a ba itsise ka melawana mengwe e e botlhokwa e a neng a bolela fa a bona e ka ba sologela molemo kwa Ngamiland. O kopile morafe go ikemela ka dinao go bona gore lefatshe le le humileng le tlhabolola matshelo a bone, a tlatsa ka gore eseng jalo ba tlaa thanya lomapo lo le tsebeng. O boletse gape fa go sena ditlhabololo dipe tse di dirwang mo kgaolong ya bone ka lenaneo la NDP10 a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso go aga borogo jwa Thamalakane ka bo diriswa ke dikoloi tse ditona tse di tswang kwa dimaeneng. society 9 Ya mosimane ke e nkgwe Godiramang Keakantse yo o dingwaga di masome a mabedi le bone wa Chadibe o pegilwe dithupa tse nne ka Labotlhano ke lekgotla la setswana la Tonota morago ga go bonwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng. E rile a rola katlholo, Kgosi Ramosenyi Radipitse a tlhalosa fa Keakantse a ne a latela mokapelo wa gagwe kwa lefelong la pereko makgetho a ka nna matlhano kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro, morago ga gore moikuedi, Mme Godiraone Matshego, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi, a bolelele mokapelo wa gagwe fa a sa tlhole a batla go tswelela a nna le ene. Lekgotla le boleletswe fa e ne yare gone mo letsatsing leo, Keakantse a fitlhela Mme Matshego mo sepalamong sa setshaba mme a mo goga goga. Mosekisiwa o ne a ipona molato mme a ikopela go sekegelwa tsebe ka a re o na le bana ba le babedi ba ba kwa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, a tlatsa ka gore le mokapelo wa gagwe o tlhokomelwa ke ene. Fa a ntsha katlholo, Kgosi Radipitse o tlhalositse fa molato o a o dirileng e le o o ka mo isang kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga jalo a bona a tshwanelwa ke go gamolwa phogwana ka dithupa tse nne gore a seka a boelela tiro eo gape mo isagong. E ntse e le kwa kgotleng ya Tonota, Kgosi Radipitse o tsholotse kgang e mo go yone Batshabeng Buisang, wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, yo o tlholegang kwa motseng wa Dukwi go bolelwang a ne a seka a itshwara sentle mo setshabeng. Se se tla morago ga gore mosekisiwa a tshosetse Mme Gaokgopege Mothupi, a mmolelela fa a tla a mo rema ka selepe. Fa a fa bosupi, Mme Mothupi o boletse fa Buisang a mo tshoseditse a bo a mo leleka ka selepe morago ga gore ba tlhoke kutlwisisano mme mosekisiwa a seka a ipona molato ka ditatofatso tseo. Rre Nkunde Ngakane yo go neng go bolelwa fa e le mosupi mo tshekong eo, o boletse fa ene a ise a bone ope a lelekilwe ka selepe mo letsatsing leo. E rile a tsholola kgang, Kgosi Radipitse a tlhalosa fa bobedi joo bo itshiela phetelela mme e bile go lebega ba sa itekanela sentle mo tlhaloganyong. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khansele e filwe boikarabelo Dikole tse dipotlana tsa kgaolo-potlana ya Palapye di santse di lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke didirisiwa di tshwana le dilwana tsa ntlo tsa barutabana le bana ba dikole, morago ga gore go itebaganngwe le go ntsha ditilo tsa ditshipi mo dikoleng, go di emisetsa ka tsa dipolaseteke. Monongwaga mo kgaoganyong ya madi, khansele-potlana e ne e kopile go feta P3 million, mme ya bona fela P90 000 yo o tlhaelelang kgakala go ka diragatsa ditoro tsa kgaolo-potlana eo. A re madi ao a tlhaelela kgakala fela thata. Ka go neela moithuti mongwe le mongwe selekanyo sa dibuka tsa P450 le gone fela jalo go retetse fa ba lebelela madi a ba a abetsweng monongwaga a a fetang P1 million fa go tshwantshanngwa le a ngwaga o o fetileng a a neng a feta P3 million. Modulasetilo wa khansele-potlana, Rre Lesedi Phuthego o ne a re le fa go ntse jalo ba tsweletse ka go rekela dikole gase, dijeme, peanut butter, didirisiwa di tshwana le tse di phepafatsang, didirisiwa tsa dikole le manotonyana a dibuka le tse dingwe. Modulasetilo Rre Phuthego o ne a supa fa e le boikarabelo ja khansele go isa bana metshamekong, le go ba fepa ka dijo, a re go sa ntse go le thata ka ba tlhaelelwa ke dipalamo, ga ba kgone go thapa tseo tsa beng go thusa ka mathata a letlhoko la madi, seo se bo se ba pateletsa go tsamaisa bana bosigo ka go fapaanela dibase tse di teng. Mo go rekeleng bana borotho o ne a re go tsweletse sentle, le gone gore madi a a neng a a abetswe go rekela bana letlhafula a dirisitswe a bo a sala, mme a a setseng a tlaa reka ditswa temong tse di omisitsweng le maungo a a tswang mono gae. Rre Phuthego o ne a supa gape fa lephata la boipelego la khansle le lebanwe ke go thusa batho ba mefuta e e farologaneng ba le 5 111, ba ba tshwanelwang ke go amogela tse di ba tshwanetseng e bile di ba lebanye kgwedi le kgwedi. A re go na le bana bao ba ba mo tlhokomelong ya khansele ka tsa dithuto tse dikgolwane, mme a re dipalo di supa fa ba kgonne go fetisetsa ba le 76 go ya go sekasekelwa go ya kwa mmadikole. O ile a tlhalosa fa go na le dikole tsa bananyana mo kgaolong ya PAA di le 24, mo go tsone di le lesome le bosupa di kwadisitswe ka fa molaong fa tse dingwe di supa di sa kwadisiwa ka fa molaong mme di tsweletse ka go dira, a re ba leka ka bojotlhe go bona gore tseo tse di sa kwadisiwang di a kwadisiwa gore di dira ka fa malaong wa khansele. Modulasetilo o ne a ama ntlha ya nyeletso lehuma a re go na le ditiro tsa mananeo ao di le 297, tse di kgonneng go direla batho tse ba ka itshetsang ka tsone ba le 311 mo kgaolong-potlana, mo go tsone tse di thusitsweng go felela di 163, fa tse 58 di thusitswe ka ditsompelo dingwe, tse 78 ga di ise di bone dithuso, mme tsotlhe fela go setse go dira di le 172, fa tse 67 di sa ntse di sa dire, tse11 di dira sentle thata, kwa ntle ga e le nngwe e go sa tlhomamisiwang seemo sa yone. Modulasetilo Rre Phuthego o ne a supa fa madi a a fetang P5 million a abetswe ditiro tseo gore di tsweledisiwe. education 4 Bluetown o kopa ditlhabololo Banni ba Bluetown ba ikopetse go direlwa ditlhabololo tse di ka tokafatsang seemo sa kgaolo ya bone mo go mopalamente wa bone wa Francistown Bophirima Rre Ignatius Moswaane mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Bluetown Rre Lesego Mpayang o tlhalositse fa seemo sa ditsela tse di mo gare ga motse di se mo seemong se se tshwanetseng e bile di na le lebaka di ntse fela jalo. Rre Mpayang o kopile gape gore tsela ya A3 e e yang Maun e atolosiwe ka jaana e le yone tsela e e yang ko lebaleng la metshameko le legolo le e leng gore le dirisiwa gangwe le gape go tshwarela metshameko ya setshaba. A re ba tshwenngwa ke mosuke o o nnang teng ka nako ya metshameko eo, mo go ka nnang diphatsa ga ba ga baka dikotsi. O tlhalositse fa dipalo tsa borukutlhi jo bo diragalang ntlha e nngwe bo bakiwa ke gore e a ne e nna lefifi, mme go tlhabololwa ga yone go ka koba magodu. Rre Mpayang o ne a ikopela gape mo boemong jwa motse gore ba botsogo ba sekaseke ba bone gore ba ka se atolose dinako tse kokelwana ya Tatitown e berekang ka tsone go e dira e e sa tswalweng. A re se se ka fokotsa mosuke o ba o bonang o diragala ka jaana ba a tle ba nne le tlhaelo ya melemo go bo gore ba e latele kwa kokelong ya Area W. E rile a latlhela la gagwe, Mme Keneilwe Ntuluki a re ene keletso ya gagwe ke gore go tlhabololwe tikologo ya lebala la metshameko, go ntshiwe ditlhare go nne gontle. A re go dira jalo go ka ntlafatsa le yone kgaolo ya bone ka jaana le ba ba neng ba ntse ba dirisa sekgwa go fitlha ditiro tsa bone tsa borukutlhi ba ka tswela mo mpepeneneng mme ba otlhaiwe sentle. O tlhalositse gape fa bana ba sena lefelo la itshidilo ka jalo ba kopa lefelo le bana ba ka neng ba tshamekela teng ka se se ka ba dia go dira borukutlhi. Mopalamente wa kgaolo, Rre Moswaane, o tlhaloseditse banni ba motse o gore ditlhabololo di tlaa dirwa mo tsamaong ya nako ka jaana go na le mananeo a ga goromente a a tshwanang le go rudisa itsholelo a ka one go tlaa bong go tlhabololwa lefatshe. O kopile banni go fetola boitsholo jwa bone ka kgaolo ya bone e itsege ka borukutlhi le maitsholo a a makgwakgwa, a re se se ka ba solegela molemo mo isagong. A re ba tshwanetse ba tsibose ba sepodisi ka ditiragalo tsa borukutlhi ka dinako tsotlhe e bile mokgwa wa tirisano mmogo o rene gareng ga bone, ba bo ba tshwaraganele tiro e go fedisa mokgwa o o maswe o. O gakolotse batsadi go tlhokomela ngwana wa mosetsana ka kelotlhoko go itsa boimana jwa ngwana a santse a tsena sekole a le dingwaga tse di kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro mo go seng ka fa molaong ka gape go ka mo senyetsa bokamoso. A re batsadi ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go bua le bana ba bone ka dinako di fetogile a tlhalosa gore fa ba retelelwa ba ka kopa thuso mo go ba boipelego kana ba dikokelwana. Gape a re ntswa ngwana wa mosetsana a amega thata mme le wa mosimane o tshwanetse le ene a rutiwe ka dikgang tse, le borai jwa go ka iphitlhela a le mo go tsone. politics 7 Tema ya ESP e a bonala Tona wa Botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le setse le ntshitse tema e e bonalang. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami bosheng, Mme Makgato o boletse fa lenaneo la ESP le ne la simolodisiwa semmuso mo kgaolong ya gagwe ya Sefhare/Ramokgonami mme le setse le aname le lafatshe leno. Ka jalo a re banni ba tshwanetse ba lebogele gore lenaneo le, le simolodisitswe semmuso mo kgaolong ya bone ebile gape ba kgonne go anywa sengwe ka go na le ditlhabololo tse di tlaa dirwang di le mokawana. O boletse fa banni ba tshwanetse go amogela ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo kgaolong ya bone mme ba seka ba leba gore metse ya bone ka bongwe e tlaa direlwa eng mo ESP ntswa kgaolo ya bone e na le ditlhabololo di le mokawana tse di mo ESP. O tlhaloseditse banni fa lenaneo la ESP le kgaogantswe gararo mme ba ba sa bonang ditlhabololo mo metseng ya bone go na le kgonagalo ya gore ba ka di bona mo legatong la bobedi kana la boraro. Mme Makgato yo e bileng gape e le mopalamente wa Sefhare/ Ramokgonami o ne a tlhalosetsa banni fa mo kgaolong ya gagwe go tlaa nna le ditlhabololo di le mokawana tse di tla a dirwang. O boletse fa lenaneo la ESP le sa akaretse maphata otlhe mme le akaretsa lephata la thuto, lephata la ditsha le matlo, lephata la botsogo, la dipalamo le ditlhaeletsanyo le la temo-thuo. A re mo lephateng la thuto go ne ga lebiwa dikgwetlho di tshwana le mosuke o montsi o o neng o le mo matlong a borutelo mme puso ya bona go tshwanela go atolosa matlo a borutelo, go aga matlo a tsa maranyane mo dikoleng le go aga matlo a barutabana. A re mo lephateng la botsogo go tlaa lebiwa kgang e e neng e saletse kwa morago ya go aba ditsha, go isa ditlamelo kwa ditsheng le gone go aga matlo a badirelapuso fa mo lephateng la botsogo go tlaa atolosiwa dikokelwana mme lephata la ditsela le tlaa itebaganya le paakanyo ya ditsela tse di senyegileng le go thusa go fokotsa mosuke wa tsela ya A1. Mme Makgato a re lephata la temo-thuo lone le tlaa itebaganya le go kgobokanya ditlamelo tsa temo-thuo golo go le gongwe le gone go tlhabolola tsa temo-thuo. A re mo kgaolong ya gagwe go tlaa agiwa matlo a badirelapuso a le 25 go bo go agiwa a SHHA a le 35 a lenaneo la turnkey. O tsweletse a re go tlaa nna le go atametsa ditlamelo di tshwana le tsa metsi le ditsela mo legatong la ntlha la ESP. Mme Makgato a re mo go tse dingwe, sepatela sa Sefhare se segologolo se tlaa baakanngwa go fokotsa mosuke o o kwa sepateleng se setona ka se dirisiwa gape ke metse e e mabapi. politics 7 Tsamaya o tlaa sekaseka tebelopele E tlaa re kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le boferabobedi banni ba Tsamaya ba bo ba kopane go sekaseka ka fa ba dirileng ka teng mo maitekong a go fitlhelela matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016. Se se boletswe ke leloko la komiti e e baakanyetsang boipuso, Mme Mmaoshadi Bayi, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng. Mme Bayi o tlhalositse fa tiro ya letsatsi leo e tlaa phutha morafe le ba-na-le-seabe ba ba farologanyeng, e bo e ba fa sebaka sa go tsaya ka motlhala maiteko otlhe a motse o a dirileng tebang le go fitlhelela matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016. A re letsatsi leo le tlaa ba fa sebaka sa go thulanya ditlhogo le go betla tsela e e ka ba gorosang kwa temeng e e sa tswang go segwa ya go ya kwa ngwageng wa 2036. E ntse e le tse di amanang le komiti ya ipaakanyetso boipuso, leloko le lengwe, Rre Maxwell Habana, ene o ne a itsise phuthego fa e tlaa re Phatwe a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, Tsamaya a inaakanye le meletlo ya lefatshe lotlhe ya go ipelela malatsi a le masome matlhano a a tlaa bong a setse pele ga letsatsi la ipelelo boipuso. Rre Habana o ne a re e re ka jaana motse oo o ne wa retelelwa ke go ipelela go sala ga malatsi a le lekgolo, ba ikiteile sehuba go seke ba tlolwa ke go ka ipelela a le masome matlhano. O ne a kopa banni go ema nokeng ditiro tsotlhe tse di tlhagolelang tsela boipuso jwa monongwaga, a re go dira jalo go ka tlhomamisa gore moletlo wa boipuso ka boone e nna o o pharologanyo. Fa a bega ka kamogelo ya molelo wa kgolagano mo motseng wa Tsamaya, Mme Elsie Halahala o ne a tlhalosa fa tsotlhe di ne tsa tsamaya ka thelelo le ntswa go ne go le bokete go baakanyetsa tiro eo. Mme Halahala o ne a iteela legofi banni le banaleseabe ka go farologana kemonokeng e ba neng ba e fa komiti e e neng e rulaganyetsa kgorogo ya molelo mo motseng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Reginald Mudongo o ne le ene a rolela banni hutshe, a bolela fa go nametsa pelo go bona tsela ya go ya moletlong wa boipuso e betlega. Le ene fela jaaka dibui tse dingwe o ne a tlhalosa fa motlhala o o setseng o itshupa o o fa tsholofelo ya gore golo gongwe motse o tlaa go ya. society 9 Faith Mission e rotloetsa bonatla mo thutong E rile bosheng, ba kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Lobatse ba abela bana ba sekole se se botlana sa Ipeleng dimpho morago ga gore ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa mo gare ga ngwaga. Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Rre Tshiamo Ndebele o akgoletse ba kereke eo go diragatsa maikaelelo a lenaneo la puso la go ikgethela sekole a tlhalosa fa ba tsere boikarabelo jwa go rotloetsa mowa wa go dira ka natla mo baithuting gammogo le barutabana. O kopile komiti ya batsadi le barutabana go netefatsa gore ba lwa ka sengwe le sengwe go rotloetsa go dira ka natla mo baithuting. O gakolotse baithuti gore tiro ya bone ke go ithuta, a re ba tshwanetse go nna le mananeo a a faphegileng a ba ka a dirisang go ithuta kwa malwapeng, a kgala mesepele ya bosigo a re e ka ba tlela ka dilabe. E rile a tswa la gagwe, Moruti Tonka Rachabatsotlhe a re ba tsere boikarabelo le botlhe ba ba amegang gore ba thuse bana ba sekole seo mo dithutong tsa bone. Moruti a re ba dira se e le tsela nngwe ya go betlela bana tsela e e faphegileng ya go itse le go boifa Modimo gore ba tle ba kgothatsege go dira ba na le tsibogo gammogo le letswalo mo ditirong tsa bone. Moruti o gwetlhile botlhe ba ba amegang go ema ka dinao mo dithutong tsa bana, a tlatsa ka gore e le ba kereke ba tlhokomela sekole seo, ba kopana le bana ba ba nang le dikgwetlho, mme keletso ya bone ke go ba fa lorato le thotloetso gore ba tle ba atlege fa ba palelwang teng. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Tuelo Koma ene a re kereke e tshwanetse go dirisiwa go fenya dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo le tse di amang thuto tota. O kgothaditse barutabana go tsaya boikarabelo jwa go bona gore baithuti ba dira ka natla gammogo le mogokgo gore a nosetse mowa wa tomagano magareng ga gagwe le barutabana gore ba ntshe maduo. Letsatsi la kabo dimpho le ne le ketekwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Go kopanya poifo Modimo le bokgabane jwa thutego, ke konokopno ya go aga ngwana yo o nang le boikarabelo” religion_and_belief 8 Monana o akola thuso ya puso Monana wa moroki wa diaparo, Mme Sarah Mokgadi, o ne tsaa ka tlhwaahalo lenaneno la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo tse di potlana (Youth Fund). O tlhalositse fa a ne a nna pelotelele mo nakong ye a neng a batla thuso mo lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao gore a kgone go simolodisa kgwebo ya gagwe ka botlalo. O supile fa lephata le ne la motla matshidiso ka dikete di le borobabongwe le metso e le borataro le makgolo a supa. “Madi ao a ne a nthusa go reka didirisiwa bogolo jang mechini e e rokang e le merataro, tafole le mo ke beelang diaparo tse di rokilweng le didirisiwa tse dingwe mo teng”, o tlhalositse jalo. Mme Mokgadi yo dingwana di masome a mararo le motso, a re o ithutetse go roka kwa sekolong sa diatla sa Borolong mme a fetsa dithuto tsa gagwe ka ngwaga wa 2010 ka setlankana (National Craft Certificate). O supile fa pele ga moo a ne a sa tsena thata mo tirong ya go roka. Kgatlhego ya gagwe e ne ya simolola morago ga gore a roke digaretene ka a ne a dira dithuto tsa home management. “E rile fa ke sena go hetsa sekolo kwa Borolong ke ne ka simolola go reka hela mo lapeng ke dirisa mochini wa mo lapeng. Ke ne ke rokela batho ka go farologana bogolo jang ba ba neng ba itse fa ke tswa go ithutela go roka. Mme e rile ke sena go bona thuso ya madi ke ne ka atolosa mo ke ileng ka kwadisa le leina la kgwebo la Sew Wise Fashions”, o tlhalositse jalo. A re mo nakong ya gompieno o roka diaparo tsa manyalo le tsa batho ka bongwe ka bongwe, mme pelo ga moo o tshwantsha se a batliwang se rokiwa gore moreki a kgotsofalele tebego ya sone. O ne a supa fa kgwebo e le ntsi thata fa ngwaga o ela go fela ka ba kgona go nna le bareki ba le masome a mane fa tiro e le ntse mme fa go sena sepe se se kalo ba ka nna lesome le metso e meraro. O ne a supa fa a thapile mmereki a le mongwe go thusa mo kgwebong gore a seka a bolawa ke tiro e ntse mo go ka fokotsang boleng jwa dilwana tse a di rokang. Mme Mokgadi o ne a tlhalosa fa a tsena dikgaisanyo tsa ga Tautona tsa baroki mme mono ngwaga a tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng. O supile fa di le botlhokwa ka di mofa sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe, go rotloetsa go tokafatsa boleng ba diaparo le go tokafatsa botsipa ba go roka. economy_business_and_finance 3 Morupisi o tlhatlhelela badirela puso Moeteledipele wa lephata la khiro la badirela puso o gakolotse badirela puso go itse ditshwanelo tsa bone. Rre Carter Morupisi o buile se fa a ne a buisa phuthego ya badirela puso kwa Serowe ka Mosupologo. A re badiela puso ba tshwanetse go itse gore ba tshwanetse go dira eng le gore ga ba a tshwanela go dira eng. Rre Morupisi a re tiro ya bone e tona ke go tsamaisa mananeo a puso ba sa lebe gore ba thusa bo mang, mme ba thusa Batswana ka kakaretso le ka go lekana. O ne a bua mafoko a, a gatelela tshetlana ya gore fa o le modirela puso ga o a tshwanela go nna le seabe mo polotiking, go nna leloko kgotsa wa nna kgatlhanong le phathi nngwe ya sepolotiki. A re bodirela puso ke fela jaaka leina le supa mme ba tshwanetse go direla setshaba, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go ikgapha mo go tsenyeng sepolotiki mo ditirong tsa puso. Rre Morupisi a re nngwe ya matshego a bodirela puso ke go bona gore Batswana botlhe ba akola ditirelo tsa puso mme e bile go sa sokamelwa gope ka ntlheng ya sepolotiki. A re fa go ka nna jalo go ka diga le yone itsholelo ya lefatshe ka jaanong go tlaabo go thusiwa palo e potlana go lebilwe sepolotiki. Fa a bua ka kgang ya bodiredi mo tirong, Rre Morupisi o ne a gakolola baeteledipele go tsaya tiro ya bone tsia bogolo jang fa go tla kwa nakong ya go busa diphetolo kwa setshabeng. A re dikgang tse ga di jese monate ele ruri ka gore gantsi dikgang ga di rarabololwe ka nako mme di felele di senyegile kgotsa di sa tlhole di kgonagala. O ne a tlhalosa fa dikgang tse di kgoreletsa le yone tiro ya bodirela puso tota. Rre Morupisi o ne gape a kopa badirela puso go ikitaya ka thupana go isa bodiredi jwa bone kwa godimo. A re fa go tla mo dikgannyeng tsa bodirela puso, lefatshe la Botswana le fag are fa le tshwantshanngwa le a mangwe a le phadisanyang le one, a tlatsa ka gore ga se ka gobo le palelwa kana le ka tswa le sena babereki ba ba nang le dikitso le boitseanape jo bo kwa godimo. A re go lemogilwe fa bodirela puso bo ile kwa tlase ka gore le ka fa go isiwang ditiro kgotsa ditlamelo kwa bathong ka teng go bonya e bile le jone bodiredi ga bo sa tlhola bo ikanyega. Rre Morupisi a re modirela puso o tshwanetse go nna le boikanyego le maitshwaro a a eletsegang mo setshabeng go tshwana fela le gone go tla tirong ka nako. A re badirela puso ba tshwanetse gape go nna boikobo, boineelo, go dirisana sentle mo tirong gore ba fitlhelele toro ba le mmogo go bona maduo a a eletsegang. BOKHUTLO politics 7 Ba Ipelegeng ba kgaola ditlhare E rile kgwedi eno e rogwa babereki ba Ipelegeng mo kgotleng tsa Tshikinyega le Parwe le bone ba tsenya letsogo go kgaola ditlhare mo motseng wa bone. Fa a bua mo potsolotsong le lekana la dikgang la BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Setaolosa Maswabe mo kgotleng tsa Tshikinyega le Parwe mo Mahalapye a re ba bone go tlhokega go bolotsa letsholo la go rema ditlhare mo tseleng go tswa ko sekeleng ya tsela ya Gaborone go ya ko tseleng ya sepatela sa Mahalapye. O tlhalositse gore babereki ba Ipelegeng ba tsweletse ka go rema ditlhare tse di ka nnang borai mo matshelong a banni ba dikgotla tseo. A re e le palamente ya motse ba gwetlhilwe ke go bona tsela eo e le sekgwa se se makatsang ntswa e dirisiwa bontsi jwa nako ke dikoloi tsa dikotsi tsa tsela go isa balwetse kwa sepatela. O ne a tlhalosa gore fa dikoloi tsa dikotsi di tla di rwele balwetse, di tshwanelwa ke go fokotsa lebelo ka ntlha ya ditlhare tse di thibileng tsela eo mo go ka tsenyang balwetse mo diphatseng tsa go latlhegelwa ke botshelo ba ise ba goroge kwa kokelwaneng. Ka jalo o tlhalositse fa komiti ya gagwe e kgathala ka matshelo ka go lemoga gore dikoloi tsa balwetse ba tshoganetso ga di a tshwanela go diiwa ke sekgwa se se apereng tsela eo. O ne a tlhalosa gore sekgwa seo se ka dia mokgweetsi go potlakisetsa balwetse kwa sepatela a diilwe ke go elatlhako se se ka kgabaganyang fa pele ga koloi jaaka diphologolo,dihutshane le batho. O ne gape a tlhalosa fa sekgwa seo se ka oka magodu ka ba ka nna le sebaka sa go amoga batho dithoto tsa bone ba bo ba itiketsa ka ditlhare tseo ba lebotsa phokoje. environment 5 Ba-na-le bogole ba gakolotswe go sa ikgogona Mogwebi kwa Kanye, Mme Matshediso Hanssen, a re Modimo o tlhodile motho mongwe le mongwe a na le tiro e a e mo e neetseng. Mme Hanssen yo e neng e le sebui sa tlotla kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe fatshe la bana-le-bogole, le le neng le tshwaretswe kwa sekolong se segolwane sa Seepapitso, o boletse mafoko ao mo puong ya gagwe e e neng e ruta e bile e le nolo. A re ba-na-le-bogole ke batho ba ba tshelang ka go inyenyafatsa; selo se a boletseng se sa siama. A re o itumelela thata ba-na-le-bogole ba ba tswetseng kwa ntle. Mme Hanssen a re mo malatsing a maloba ba-na-le-bogole ba ne ba fitlhwa, ka batsadi ba bone ba ne ba tshaba go jewa setshego go bo ba tshotse bana ba ba nang le bogole. A re kwa motseng wa Kanye go na le bana le masome a mane le botlhano ba ba nang le bogole, ba ba tsenang sekole se sebotlana, fa ba le masome a mabedi le boraro ba tsena mo dikolong tse di farologaneng. O bile a kopa ba-na-le-bogole go lesa go tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso mo go ba ba lebaneng, a re ditlhong ga di kake tsa ba isa gope. O boletse fa puso e leka, gore e re ka ngwaga wa 2016 go bo go sena ope yo o saletseng kwa morago. A re gone o a itse gore go bonya; a re go dia dikgwetlho di tshwana HIV/AIDS; mme go tla lekwa ka bojotlhe go kgaola dikgoreletsi tsotlhe. O boletse fa mo maitekong a go kgaola dikgoreletsi puso e sa tlhoke go bereka e le nosi, mme e tlhoka Motswana mongwe le mongwe go ema ka dinao go di lwantsha. O supile fa puso e rotloetsa bagwebi ka karetso go tsenya letsogo ka go thapa ba-na-le-bogole mo madirelong a bone. Se e le one maiteko a go leka go hema kgethololo e ba tswang go lowe ba lebagane le yone. A re batsadi le bone ba tshwanetse go isa bana ba bone kwa dikolong, ba beetse kwa thoko dikakanyo tsa bone tse di ka kgoreletsang mo thutong ya bana ba bone ba ba tshelang ka bogole; gore bana le bone ba tle ba bone katlego mo isagong jaaka botlhe. Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Kanye, Mme Khwae, o ne a re puso e lemogile fa batho ba na le matlhoki ka go farologana. A re ke ka moo go bonweng go tshwanela gore ba-na-le-bogole ba phuthegele golo go le gongwe gore ba ba sa kgoneng ba tle ba gakololwe ke ba bangwe. A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go duelela ditirelo di tshwana le tsa bongaka kwa dikokelong tsa puso. O bile a re gape ba tsile go ruta ba-na-le bogole ka mananeo a puso a tshwana le la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo. Fa a kgothatsa, modula-setilo wa ba-na-le-bogole, Rre Neelo Kwape, o ne a akgolela puso gore e bo e lemogile ba-na-le-bogole. Rre Kwape o supile fa tota a itumetse go feta selekanyo ka go bo puso e lemogile ba-na-le-bogole, e bile a kopa ba-na-le-bogole gore ba seka ba itsemeletsa. A re dilo tse puso e di dirang ke sesupo sa gore ba-na-le-bogole ga ba a lebalwa; a kgothatsha ba-na-le-bogole go tsaya dithuso tsotlhe tse ba di bonang ka tlhoafalo. Le fa go ntse jalo, Rre Kwape a re ga a rate gore ba bo ba bidiwa ba-na-le-bogole, a re ba bidiwe fela gotwe digole. A re fa gotwe ba-na-le-bogole ba a bo ba tlhapadiwa, a re bone ke digole ba bidiwe fela jalo. Modula-setilo wa khansele potlana Rre Pule Ralotsia le ene o ne a tlaleletsa ka go supa fa puo ya gore motho ke segole, e se tlhapa e bile e se nyenyafatso. O ne a kopa Batswana le puso go tsenya ba-na-le-bogole mo ditlhaloganyong. O kopile gore fa batho ba aga ba age ka kitso ya gore ba ka nna le bogole, e bile ba ka etelwa ke ba-na-le-bogole. Rre Ralotsia a re fela jaaka go agiwa matlo kwa malapeng, diofisi kgotsa ditsela, go agiwa go ntse go itsewe gore motho o ka nna le bogole. O bile a kgothatsa ba-na-le-bogole gore ba itirele, eseng go baya mo bathong ba bangwe, ka maipato a gore ba na le bogole. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bokone Bophirima o aperwe ke botlhoka tsebe Motse wa Maun o apesitswe kobo ka letshoba ke botlhoka tsebe jo bo tsweletseng ka go baka dipalo tse di kwa godimo tsa borukutlhi segolo jang tsa go thubetswa. E rile a bua mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Batawana bosheng, ramapodise a Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a re, kgaolo ya Bokone Bophirima ke yone e di gogang kwa tlhogong mo dikgannyeng tsa borukutlhi jaaka go thubetsa mme a re sepodise se tshwentswe ke seemo se. Rre Makgophe o supile fa motse wa Maun e le one o o kwa godimo ka dikgang tsa dipetelelo. Ramapodise o tsweletse ka gore ba sepodise ba bone go le maleba gore ba tsibogele seemo se go sa le gale mme a gatelela gore ba ka dira ka gotlhe mo ba nang le gone le matlhale a sepodisi mme ba ka se kgone ntleng le kemo nokeng ya setshaba ga mmogo le dikereke. O rotloeditse dikgaolo tse dingwe go tsaya kgato go sa le nako go lwantsha borukutlhi gore ba se thanye lemapo le le tsebeng. Rre Makgophe a re, le fa motse wa Maun o tshwenngwa thata ke borukutlhi mme o dira go le gontle thata go bo lwantsha le go ema mapodise nokeng, se a reng se ka kwatabolotswa ke metse e mengwe. O tlhalositse fa e rile ka 2013, ba sepodise sa Botswana ba ipeela seelo sa gore e re ngwaga o fela ba bo ba kgonne go fokotsa borukutlhi jwa dikgoka ka borataro mo lekgolong. A re maitlamo a bone a ne a atlega fela thata ka ba kgonne go fokotsa borukutlhi ka lesome le botlhano mo lekgolong mme a re ba kgonne se, ka tirisano mmogo ya setshaba. O tsweletse ka gore o dumela fa tirisano mmogo ya setshaba le mapodise e tlaa tswelela e ungwa maungo a a molemo, ka jalo ba tlaa kgona go fedisa kgokgontsho ya bomme le dipetelelo tse di ileng magoletsa kwa Maun. Ramapodise a re bomme ba betelelwa ba bo ba tseelwa matshelo gammogo le go tsenwa ke malwetse a dikobo, mme a re ditiro tse di dirwa ke batsadi mo baneng ba bone, banyalani le ditsala jaaka baratani, gongwe batho ba kopana fela mo mafelong a itloso bodutu mme e re go tsweng foo mongwe a itseele dikobo ka dikgoka a re yo mongwe o mo nole. Rre Makgophe a re ba boloditse letsholo la go tsena ntlo le ntlwana, e bile ba kile ba etela dikereke le mo mafelong a itloso bodutu go tlhagisa setshaba ka borukutlhi le dipetelelo le go ka iphemela mo go tsone. A re ba setse ba rutuntshitse batho ba le dikete di le tlhano mme a tlhalosa fa ba tshwanelwa ke go dira go feta ka ba ile ba gatisa dikgang tse pedi tsa dipetelelo ka letsatsi la tshipi ba ntse ba tsweletse ka ithutuntsho. Ramapodise a re sepodise se tsere tshwetso ya gore go se nne le kgang ya petelelo e e tshololwang, a re se se tla morago ga go lemoga fa batho ba ba dirileng melato ba rata go e boelela.BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Baithuti ba kgothadiwa go nna tlhaga Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se sebotlana sa Maphorisa kwa Tutume ba kopilwe go itoma molomo wa tlase mo dithutong tsa bone. Kgothatso eo e ntshitswe ke mongwe wa barutabana ba sekole seo, Mme Thembi Matshara, ka letsatsi la phuthego ya batsadi ba baithuti ba ba dirang lekwalo la bosupa kwa sekoleng seo ka Labone. Mme Matshara a re ba lemogile fa baithuti ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone ka go setse go itshupile ka makwalo a ba a tshwereng mo bangweng baithuti ba basetsana le basimane ba kwalelana makwalo a marato. A re dilo tseo di tlaa ba itaya tsebe, a gatelela ka gore bana ba tshelela mo metlheng ya gompieno e e diphatsa ka bana bangwe ba tsholwa ba na le mogare wa HIV, ka seo ba ka anamisa bolwetse joo mo go ba bangwe ka go inaakanya ka tsa marato ba sale bannye. O ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela kgang eo le barutabana le go leka go kgalemela bana le go ba sedimosetsa ka bodiphatsa jwa bolwetse joo le ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ba sale bannyenyane. Morutabana yo mongwe, Mme Ngula Dlaba a re maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go tla go tshwaraganela kgalemo ya baithuti le batsadi. Batsadi ba ne ba leboga barutabana go ba lemosa nako e sale teng fa go na le dingwe tse di sa tsamayeng sentle, ba re ke tshwaragano e ntle thata, ba gatelela ka gore lore lo ojwa lo sa le metsi. education 4 Go nwa phetelela go tshwenya bogogi Boeteledipele jwa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng bo supile fa bo tshwentswe ke go nowa phetelela ga nnotagi mo motseng wa bone, bogolo jang ke banana. E rile a bua mo potsolotsong, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Lesego Ndebele a tlhalosa fa go nwa phetelela moo go dira gore bana ba seka ba laolesega. A re le ntswa bojalwa joo bo rekisiwa kanfa molaong, sebe sa phiri ke gore barekisi ba jone ba reka metswako mme ba fete ba itsenyetse wa bone o o sa kwalwang, e le go dira gore bojalwa joo bo nne bogale thata. A re bojalwa joo ,jo banni ba motse ba bo bitsang Tipi ya Mokwatla, bo tsaya dioura di se kae fela bo bo bo setse bo siametse go nowa, ka jalo se se dira gore bo nne bo le teng ka dinako tsotlhe. Mme Ndebele a re nnotagi eo e bolaile banana ba motse mo ba setseng ba sena kgatlhego e e kalo mo go tseyeng mananeo a puso a a ka ba ntshang mo lehumeng, mme a re letshogo la bone e le boeteledipele ke gore tiriso phetelela ya nnotagi e tlaa felela e oketsa borukutlhi mo motseng. Mme Ndebele o ne gape a tlhalosa fa go nowa ga bojalwa go amile maduo a sekole se sebotlana sa motse ka jaana bangwe banana e le bone batsadi ba bana bao mme ba sa kgatlhegele thuto ya bana ka jaana ba nna ba le mo sediding. A re go na le makgetho a le mantsi a bana ba tlogetseng sekole ka jaana go a bo go sena kgalemo ya botsadi. Mme Ndebele o ne a supa fa seemo seo se kukediwa ke gore mapodisi a motse oo ga a na koloi le fa e le ditsompelo tsa itshireletso tse ba ka di dirisang fa ba ka tlhaselwa ke banwi kwa dipotong. E ne ya re a tlatsa, kgosana wa kgotla yoo Selatlho e go bolelwang e le yone e tshabeletsweng ke bothata jwa nnotagi, Rre Nti Kelelekilwe a re seemo seo se gakadiwa ke gore barekisi ba bojalwa ga ba obamele dinako tse di beilweng tsa go rekisa ka jaana ba kgona go rekisa go fitlhelela bosigogare. A re batho ba kgotlana ya gagwe ba sale ba ikuetse gore mapodisi ba emise thekiso eo, mme go padisa gore mapodisi ga ba na dithata ka jaana bojalwa joo bo rekiswa ka fa molaong. Rre Kelelekilwe a re banana ba setse ba kgona go lala nageng, mme a re ba tshoga gore boitaolo jo bo tloga bo tsisa dikgang tse ba sa di tlwaelamg jaaka tsa dipolaano tsa baratani. Kgosi ya motse oo, Kgosi Kgotla Kobelwane le ene o netefaditse fa kgang ya dino e tshwenya mme a re sebe sa phiri ke gore fa a bitsa diphuthego tsa kgotla go tla go kgalema bontsi jwa banana ga bo tle. A re mo dikgannyeng tse di amanang le nnotagi tse di tlang kwa go ene go di rarabolola, bontsi ja tsone di ama banana. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kobelwane o supile fa go le thata go tseela badira melato dikgato ka bontsi jwa ditiragalo di tshwana le dintwa ga di ke di begwa kwa kgotleng mme di felela fela kwa dipotong. Mo go tse dingwe bogogi jwa motse oo bo ne jwa lela ka matlhoko a motse jaaka tlhaelo ya matlo a bodiredi, go okediwa ga kokelwana ya motse ga mmogo le kago ya ofisi ya sepodisi le sekole se segolwane tse ba reng ba sale ba di solofeditswe. society 9 Bakeresete ba gwetlhiwa go nna sekao Mookamedi wa kereke ya King in Calvary go tswa Kgagodi, Archbishop Solomon Mokotedi a re bakeresete ba dire ditiro tse di molemo mo matlhong a Modimo ka jaana boikarabelo jwa bone e le go ngokela ba ba mo lefifing mo leseding. O buile jalo fa a bula semmuso phuthego kgolo ya kereke ya The Apostolic Jerusalem of God mo Maun bosheng. Phuthego eo, e e neng e tshwerwe ka setlhogo se se reng Botlhokwa jwa Bokeresete le Boeteledipele jwa Tlhwatlhwa e ne e ngokile makalana a kereke eo go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe. Archbishop Mokotedi o gwetlhile maloko a kereke eo go tshela se ba se rerang, a tlatsa ka gore morafe ka kakaretso o solofela go bona ditiro tse dintle tse di eletsegang mo go bone. A re ba tshwanetse ba tlhaloganya gore tiro kgolo ya bone ke go rera lefoko la Modimo ka maikaelelo a go gogela mewa e e latlhegileng mo ntlong ya Modimo gore e bolokwe. A re ba tshwanetse ba supa gore ke baeteledipele ba tlhwatlhwa ka ditiro gore batho ba kgone go ba tsaya tsia fa ba ba rerela efangedi. O ba rotloeditse go tlotlana. Maloko a ne gape a gakololwa ka botlhokwa jwa bokopano bo tshwana le diphuthego tsa kereke, a re ba tshwanetse ba bo tsena go sena seipato ka jaana e le yone nako ya go gakololana, go fa phuthego dipego tsa ditsamaiso le kgolo ya kereke. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa kereke eo, Archbishop Mokolobetsi Mokoya o ne a lebogela mafoko a a molemo a ga moruti, a gatelela gore bakeresete ba tshwanetse ba bua ka lentswe le le lengwe ka jaana botlhe ba ipitsa bana ba Modimo. O gateletse botlhokwa jwa go dira ba le ngata gore ba fitlhelele ditiro tsa kereke ya bone, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba diragatsa se ba se dumalaneng mo diphuthegong tsa bone ka seo se ka godisa kereke. O ne a lebogela gape phuthego ya gagwe a re ba santse ba tsamaya mo tseleng e e siameng ka jaana ba kgatlhegela go botsa le gakolola fa go tlhokafala. Archbishop Mokoya o ne a lebogela makalana a kereke go bo a tshologetse pitso a re go botlhokwa gore ka nako tsotlhe ba tle ka dipalo palo ka jaana mo phuthegong eo, ba buisanya ka dikgang tsa botlhokwa tse di amang matshelo a bone. A re ba bua ka dikgang tse di bopang le gone go tlhabolola kereke. O ba rotloediste gape go obamela molao-motheo wa kereke ga mmogo le wa lefatshe. A re ba tshwanetse ba ipela ka jaana mo Botswana ba tshela ka kgololesego le kagiso e bile molao motheo o ba letla go rapela go sena sekgoreletsi sepe. Archbishop Mokoya a re fa ba ikanya molao-motheo, ba tlaa fenya mmaba saatane mme ba kgone go gogela mewa e mentsi mo tumelong. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Kgosi o itumelela tiro ya khansele Kgosi ya Nxaraga kwa kgaolong ya Nhabe, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe, o akgoletse khansele ya Bokone Bophirima go ruta morafe ka ditirelo tsa khansele. O buile jalo bosheng fa khansele e boloditse letsholo la go isa ditlamelo kwa bathong. A re go a itumedisa go bona maphata mangwe a neela banni sebaka sa go itse gore ba ka bona thuso kae. Le fa go ntse jalo, a re go nyemisa moko ka jaana morafe o ne o sa ketemelela kwa kgotleng le ntswa ditirelo di ne di tsisitswe kwa go bone. Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a itumelela lephata la ditima molelo a re le dira tiro ya lone ka bonokopila ka jaana le tsiboga ka nako tsotlhe fa go na le diemo tse di ba tlhokang. O kopile badirisi ba tsela go dirisanaya le badiri ba lephata leo ka ba tshwanetse go itlhaganelela go boloko matshelo a batho. Kgosi o ne a lebogela lephata la Dikitsiso go tlhomamisa gore g pampiri ya dikgang ya DailyNews e goroga kwa motseng oo. Moemedi wa khansele, Rre Thatayaone Maupong, o tlhalositse fa ba sa ise ditlamelo fela mo le goeleleng mme ba setse maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2036. A re maitlamo magolo a khansele ke go tokafatsa matshelo a batho ka go ba fa ditlamelo. O boletse fa ba dira seo ka go phatlalatsa mananeo, go aba dithendara le gone go rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso a dithuso. Rre Maupong a re ba dira jalo ba dirisanaya le dikomiti tsa metse ka jaana e le bone pinagare ya ditlhabololo tsa metse. O gateletse botlhokwa jwa go dirisanya mmogo le ofisi ya boipelego, komiti ya motse le ya village extension team a re ke bone matlho a puso kwa metseng. A re khansele e dira le maphata otlhe ka bophara maikaelelo e le gore ditirelo di goroge kwa setshabeng. Maphata ka go farologana a ne a nna le sebaka sa go tlhalosa ditirelo tsa one le go bolelela morafe ko ba ka bonang dithuso teng. BOKHUTLO politics 7 Matlhabaphiri o akgola botlhaga Leloko la lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lekola ka fa mananeo a dithuso a puso a tsweletseng ka teng, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a re go a itumedisa go bona batho ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ba tlhwaafalela go inaakanya le se ba thusitsweng ka sone. Rre Matlhabaphiri o buile jalo mo potsolotsong kgwedi eno e le lesome le bobedi fa lekoko le ne le dikologa le ditiro tsa batho ba ba thusitsweng ka mananeo a dithuso a nyeletso lehuma kwa Siviya mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Botlhaba. A re fa batho bao ba ka tswelela ba ikemiseditse fela jalo, seo se ka ba thusa gore ba inoge mo lehumeng le gone go dira gore maduo a mananeo ao a bonale. Rre Matlhabaphiri o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go kanoka gore a mananeo a diragatsa se se solofetsweng mo go one le go sekaseka ka fa a gatetseng pele ka teng. A re tshekatsheko eo, e tlaa thusa puso go bona gore e ka tokafatsa fa kae tebang le tsamaiso ya mananeo ao. Rre Matlhabaphiri o ne a gakolola ba ba lebaneng le go tsamaisa mananeo ao, go nna ba lekodisa baikopedi ba ba letetseng go thusiwa ka tse di ka tswang di ba tshwere tebang le go ba thusa. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Louis Mlilo o ne a tlhalosa fa ba emisitse dikopo nakwana, go leka go kgarametsa melala ya ba ba dirileng dikopo magareng ga ngwaga wa 2012 le ngwaga wa 2015 ka kgwedi ya Mopitlo. Le fa go ntse jalo, ba ba thusitsweng ba ne ba tlhalosa fa ba itumelela dithuso tseo, fela ba supa fa ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng tse gangwe le gape di emang pele mananeo a bone go gatela pele. Mme Naledi Chibu, yo o neng a thusiwa mo thuong ya dikoko tsa Setswana ka 2014, o ne a supa bodiredi jo bo lebaneng ka monwana, a re ba ne ba nna maoto a tshupa go mo thusa ka dijo tsa dikoko. A re seo se ne sa phirimisa ditoro tsa gagwe tsa go ipona a le mohumi wa dinaledi, ka jaana dikoko tsa gagwe di ne tsa bolawa ke tlala, a supa fa mo dikokong tse a neng a setse a na le tsone tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano, mo nakong eno a saletswe ke di le masome a mabedi le bongwe fela. Le fa go ntse jalo, Mme Chibu o ne a iteela legofi mananeo ao, a re a tiisa batho moko go itirela sengwe mo botshelong le gone go ba fa botsipa jwa go inaakanya le ditiro dingwe jaaka go rua. Monana mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ngogola ka kgwedi ya Hirikgong mo thuong ya dipodi, Rre Oagile Bashingi ke mongwe wa ba ba tsweletseng ka lenaneo la gagwe. Rre Bashingi, fela jaaka ba bangwe, o boletse fa a tlhorontshiwa ke malwetse le bophokoje, tse a tlhalosang di baka gore a nne le ditatlhegelo tse di seng kana ka sepe. politics 7 ‘Tlotlang letsatsi la merapelo’ Mothusa kgosi ya Tsabong kgosi Richard Toto o kgadile lekgotla la baruti kwa motseng oo are ga ba kgothatse diphuthego tsa bone go tlotla le go tsenelela letsatsi la mafatshefatshe la merapelo. A re dikereke mo motseng wa Tsabong di dintsi thata mme ngwaga le ngwaga fa di bilediwa letsatsi leo di goga dinao selo se a reng se rona bakeresete go dira jalo ka e le bone ba ba tshwanetseng go bontsha batho tsela ya modimo. O ne a bua a sa kgwe mathe ka borre a kaya fa e le bone ba ba di gogong kwa pele mo go tlhokeng go tsena diphuthego tsa dikgotla gongwe le gongwe fa di bilediwang teng mme a ba kopa go nna le diphetogo mo nakong ee tlang. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo modulasetilo wa komiti ya bomme ya merapelo ya mafatshefatshe mo Tsabong Mme Marriam Tsietso o ne a ne a tlhalosa fa le thaegile kwa lefatsheng la CUBA . Mme Tsietso wa kereke ya Angelican mo Tsabong o ne a tswelela ka go tlhalosa fa letsatsi leo le ne la simolodisiwa semmuso mo Botswana ka ngwaga wa 1972 e le tsela nngwe ya ema nokeng mafatshe otlhe aa nang le dipheretlhego go di kokobetsa ka thapelo ka e na le maatla. Modulasetilo wa komiti ya bomme o ne a kaya fa letsatsi leo la merapelo ya mafatshefatshe le ketekwa ngwaga le ngwaga mo bekeng ya ntlha ya kgwedi ya Mopitlo go le labotlhano lefatshe lotlhe. religion_and_belief 8 Makhanselara a kopela barutabana tlhokomelo Makhanselara a borwa a kopile puso gore e rekegele dilelo tsa barutabana bogolo jang tse di akaretsang letlhoko la boroko, dikokeletso tsa madi le go tsholetswa maemo gore maduo mo dikoleng a tokafale. Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele ya borwa e e tsweletseng fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele Rre Mephato Reatile. Makhanselara ka go farologana a buile thata ka go palelwa ga bana ba bolela fa barutabana ba ruta ba sa itumela ka jalo ba bo ba jsa rute bana sentle. Ba boletse fa go santse go na le barutabana ba ba santseng ba nna mmogo mo ntlong e le nngwe le ba ba nyetseng tota. Ba boletse fa bontsi jwa matlo a borutelo a onetse ga mmogo le ditilo le ditafole tsa teng mo go kgoreletsang bana go dira sentle. Ba buile gape ka tlhaelo ya melemo mo dikokelwaneng le dikokelo mo go sokodisang balwetse gore ba reke boturu mo dikhemisiting mme ba bangwe ba swe senku fela ba bota bota ko dikokelong. Bangwe ba kopile gore dikokelwana tsa bone di godisiwe di nne dikokelo di na le bodiredi. Makhanselara ba buile fa tlhaelo ya metsi mo Kanye e dirwa ke go dutla ga diphaephe le go tshologa ga diraseboi tsedi sa tlhokomelweng ke lephata la Water Utilities. Ba boletse fa tlhaelo ya metsi e ba apesitse kobo ka letshoba. Ba kopile gore didiba tsedi kgotlelesegileng di sa dirisiwe ke tsone di ka gokelelwang batho go dirisa metsi a teng go aga le go nosetsa ditshingwana go na le go dirisa metsi a a nowang a a phepa Ba galaleditse lenaneo la Ipelegeng ba kopa gore dipalo di okediwe ka le solegela batho molemo mo go inamoleng lehuma le go hokotsa tlhaelo ya ditiro. Ba ngongoregile ka bomaswe ja ditsela mo kgaolong ya borwa tse ba boletseng fa di senya dikoloi tsa khansele go di itsa go isa ditirelo ko batswaneng. Ba boletse fa go lebega leuba le tla le shenne meno monogwaga ba tsile go jela mo kgobedung. education 4 Tautona o gomotsa setshaba Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian khama o isitse molaetsa wa matshediso kwa batsading ba bana ba sekolo se se golwane sa Matsha ba ba neng ba bolokiwa ka Matlhatso kwa mafelong a a farologaneng. Baithuti ba basetsana ba le supa ba ne ba tlhokafala mo kotsing ya koloi jaaka ba ne ba boela kwa magaeng a bone morago ga go fetsa dithathobo tsa lokwalo lwa botlhano. Ba bangwe ba santse ba le mo dikokelong tse di farologaneng. “Mo boemong jwa puso, setshaba sa Botswana ka kakaretso le go tswa mo boteng jwa pelo yame, ke lo tsisetsa matshediso mo tatlhegelong ya botshelo jwa bana ba lona,” Tautona Khama o boletse jalo mo molaetseng wa matshediso o o neng o balwa ke matona a puso kwa diphithong tsa baithuti. A re ga gona mafoko a a lekaneng go supa kutlobotlhoko e batsadi ba leng mo go yone fa go lebeletswe ka fa bana ba bone ba tlogetseng botshelo jono ka teng. “Ke eletsa go lo gomotsa le go lo rotloetsa mo tatlhegelong ee masisi eno ya lona. Ke tlhomamisa gore lo ne lo na le tsholofelo ya go re bana ba lona ba tlaa dira pharologanyo mo matshelong a lona mo go goleng ga bone.” A re fela jalo, puso e ntse e ba pepetletsa, e ba godisa ka tumelo ya gore e tlaa nna bangwe ba dikgantshwane tsa lefatshe leno mo go fatlhogeng ga bone. Ke eletse go lo tlhomamisetsa fa puso le setshaba sa lefatshe leno la Botswana ba na le lona mo serung se se lo wetseng gonne ga lo a latlhegelwa lo le nosi, ka le rona re ne re santse re solofetse go le gontsi mo baneng ba lona.” A re puso e na le bone ka maikutlo le dithapelo. “Ka jalo ke eletsa gore lo gomotsege mme lo gomotsegele ruri.” Baithuti ba, ba ne ba bolokiwa kwa Sorilatholo, Mantshwabisi, Salajwe,Takatokwane le Khudumelapye. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Makhanselara ga a dumalane le pego Makhanselara mangwe a kgaolo ya Legare ba re puo e modulasetilo wa khansele ya Legare a neng a e baya khansele pele ga e tlhaela dintlha dingwe tsa botlhokwa. Ba buile jalo fa ba ne ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele eo Rre Ketshwereng Galeragwe. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu, a re mafoko a modulasetilo wa khansele a neng a a baya khansele pele ga a kake a isa khansele pele ka a sa itebaganya le matshwenyego a setshaba se nang le one. A re mafoko a ga Rre Galeragwe ga a a itebagganya le dikgwebo tse dipotlana le ntswa itsholelo ya lefatshe leno e tshwerwe ke bone. Rre Molamu o ne gape a bolela fa bagwebi ba ba botlana ba sena fa ba gwebelang teng ebile ba retelelwa ke go tsamaisa dikgwebo tsa bone fa dipula di na ka jalo ba tlhoka gore ba agelwe fa ba rekisetsang teng. A re modulasetilo ga a ka a itebaganya le letlhoko la ditiro le le aparetseng banana. O ne a supa fa puo ya modulasetilo e sena madi a ditlhabololo tsa kgaolo ya Legare. Rre Molamu o ne a tshwaela gape gore go na le dingwaga di le lesome go ntse go sena ditlhabololo tse ditona kwa kgaolong eo. Mokhanselara wa Shoshong Borwa, Rre Samuel Mphoyakgosi, a re go ne go le botlhokwa gore modulasetilo a itebaganye mahumo a tsa tlholego a go ka dirwang tsa bojanala ka one. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba akgola modulasetilo ba supa fa puo ya gagwe e tla a isa khansele ya bone pele. Makhanselara; Rre Khumo Motonto le Mme Pini Morupisi ba re pego ya ga Rre Galeragwe e supa fa a na le maikaelelo a a tsepameng. Ba re puso e na le mananeo a a nonneng a le mantsi gore Batswana ba itshetse jaaka la Nyeletso Lehuma mme seo a se supile mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Legare. Rre Motonto a re puso e tsweletse sentle ka go thusa Batswana bogolo jang mananeo a banana a go supileng mo puong ya ga Rre Galeragwe fa banana ba le 8 852. A re mo puong ya ga modulasetilo go supa fa mo palong e e setseng e thusitswe, dikgwebo tsa banana di le 7 037 di tsweletse. Mme Morupisi ene o ne a kopa gore dikhansele potlana ka bongwe ka bongwe di sekaseke gore mathata a gore dikole di seka tsa dira sentle ke eng. A re o tshwenngwa ke gore maduo a dikole a tsweletse ka go wela tlase mme kgang eo e tshwanetse e tsibogelwe. politics 7 Kereke ya Parana e ipelela dingwaga tse 30 Kereke ya Parana e ne e phuthile maloko a yone mo Botswana, go ipelela dingwaga tse di masome a mararo ka Matlhatso kwa Serowe. Kereke e, e simolotswe ke Mme Koobotse Sechele yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong mme ya kwadisiwa semmuso ka ngwaga wa 1988. E na le makalana a le mararo kwa Gaborone, Francistown le Moiyabana. Modula setilo wa komiti ya kereke, Mme Gloria Bowelo a re ba leboga Modimo go bo a ba ntshitse mo lefifing wa ba bontsha lesedi. O kopile maloko go tshwaragana ka sekano sa Baroma kgaolo ya lesome le bobedi temana ya lesome le bongwe se se reng, mo tlhwoafalong lo seka lwa nna botshwakga, lo nne lo tuke mo moweng lo direle Morena. A re kereke ya Parana, e eletsa go dirisana le dikereke tse dingwe le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Moruti Keoletile Mmopi a re kereke ya Parana, e na le ditso jaaka go rapelela didiba gore di tswe metsi, a re ga ba palelwe ke go kolobetsa mo nokeng e e nang le dikwena ka lebaka la tshepo le tumelo ya bone ke gore go ka seke go diragale sepe se se bosula. A re motlhami Parana, Mme Sechele e ne e le motho yo o botlhale, a le tlhaga ebile a le boineelo mo go direng ditiro tsa Modimo. Mongwe wa banana, Mme Kelebogile Tshaai a re ba lebogela gore kereke ya bone e ipelela dingwaga tse di masome mararo fela jaaka lefatshe le ipelela segopotso sa bolwetse jwa HIV/AIDS, a re ba ema mananeo a puso nokeng. A re kereke ga e rotloetse gore ope a tlogele dithuso bongaka, ebile e kgatlhanong le go rotloetsa banana go sa tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ka ba thusa gore ba seka ba tsenwa ke mogare. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Tshenyo ya metsi e tshwenya lephata Mothusa mogolwane wa koporase ya ditlamelo tsa metsi mo go tsa maranyane, Rre Paul Mafavuneh o kopile setshaba go tshwaraganela tlhokomelo ya metsi. A re go dira jalo go ka hema koketsego ya dituelo tsa madi ga mmogo le tshenyego ya metsi. Mogolwane o buile jaana kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke lephata la gagwe kwa Serowe bosheng. A re tlhokomelo ya metsi ga e a tshwanela go nna boikarabelo jwa lephata la bone fela, ka metsi a le botlhokwa mo matshelong a botlhe. O ne a tlhalosa fa tiro ya lephata la gagwe e le go rurifatsa gore Batswana ba nwa metsi a a phepa ka dinako tsotlhe le gore ba bona metsi ka nako. Rre Mafavuneh a re ba dira bojotlhe go phatlhalatsa metsi mo digaolong tsotlhe tse di tlhokang metsi, e bile ke maikarabelo a bone go baakanya dipompo tse di dutlang, kgopho ya metsi a a leswe le mealo ya metsi mo lefatsheng. O ne a kopa Batswana go nna ba bala mmithara wa metsi. A re ba lebagane le kgwetlho e tona e leng go senyega ga metsi kwa dikoleng, a tlhalosa gore tshenyego ya metsi e ntsi kwa dikoleng mme selo se se dira gore ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo di salele kwa morago ka gore madi a a tshwanetseng gore a dirisiwe a ya kwa dituelong tsa metsi ka metsi a le botlhokwa mo matshelong a batho. Moanamisa mafoko a koporase Mme Beauty Mokoba a re mo dingwageng tse di tlang Batswana ba tlaa bo ba anwa metsi a boleng jo bo kwa godimo. A re ke bone ba ba rurifatsang gore Batswana ba nwa metsi a a phepha ka go a tlhatswa. A re ba tshwenngwa ke batho ba ba bonang metsi a dutla mo ditseleng ba bo ba sa ba bolelele ka nako go tla go baakanya fa go dutlang teng, ntswa nomoro ya mahala e le teng ya 0800555555555. Mme Mokoba a re gore ba kgone dikgwetlho tsa metsi ke gore go nne le tshwaragano. A re kgwetlho e tona ke gore ba tshwenngwa ke sekoloto sa metsi kwa dikoleng. A re o tlaa fitlhela e le kwa godimo mme ba sa duele ka nako. BOKHUTLO society 9 Thari Day Care e tlhaelelwa ke ditsompelo Sekole sa bananyana sa Thari Day Care se se tsamaisiwang ke boeteledipele jwa komiti ya ditlhabololo tsa Manyana se tsweletse sentle. Sekole se, se tsenwa ke bana ba ba dingwaga tse pedi le sephatlo go ya kwa go tse tlhano, mme e bile se setse se na le bana ba le masome a mane le boraro ba ba duelang P220 tlhogo ya ngwana ka kgwedi. Mo potsolotsong bosheng, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kebitsamang Mokotedi, a re sekole seo se sa le se agilwe ke baithaopi e bong Mme Anita Letlole le Mme Lerato Lejage ka ngwaga wa 1990. Mme sa nna ka fa tlase ga tsamaiso ya komiti ya ditlhabololo ka ngwaga wa 2008 ka setsha se se neng se agilwe mo go sone e ne e le sa VDC mme sa bulwa semmuso ka 2009. “Sekole se se na le motlakase le metsi, ntlwana ya borutelo e le nngwe, ya boapelo e le nngwe ga mmogo le e bana ba robalang mo teng ka nako ya fa ba itapolositse. Le fa go ntse jalo se na le badiri ba le bararo, ebong morutabana, moapei le mophepafatsi”, Mme Mokotedi a tlhalosa. Fa a tswelela Mme Mokotedi a re ba kgobokanya madi a go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi ka dikgaisano tsa mmabontle, go hirisa matlo ga mmogo le go apaya dijo ka nako ya dithuto-seka-dipuisanyo jaaka tsa Nyeletso Lehuma le tse dingwe. Fa a akgela ka sekole seo, leloko la komiti ya ditlhabololo Mme Tlhokomelang Sethono a re le ntswa sekole seo se tsweletse sentle ga se na ditlhabololo tse di nametsang tse di ka okang bo mmabana ka bontsi ka jalo a kopa dithuso mo setshabeng. Mme Sethono a re o eletsa gore Thari Day Care e nne le meriti fa bana ba tshamekelang teng, ga mmogo le se ba ka tshamekang ka sone. Le fa go ntse jalo Mme Sethono a re o eletsa gore e kare puso e ka ba tswa thuso ka go ba tsisetsa tanka ya metsi ka metsi a tlhaela mo motseng wa bone gape a re ba sokola go rekela bana dijo ka madi a sa lekane sentle segolo jang ka ditlhwatlhwa tsa seshabo di ile magoletsa . Morutabana kwa sekoleng seo, Mme Itumeleng Leiso a re o alositse bana ba le masome a mararo le boferabongwe fa e sale ka ngwaga wa 2009. Mme Leiso a re tiro ya go ruta bana ba bannye e dingalo fela thata ka bana ba teng ba santse ba le thata go sala ditaelo morago ebile ba rata go tsosa modumo le go lwantshana mme fela e batla o le pelotelele le boineelo. Mme Leiso a tswelela ka gore tiro ya gagwe o a e rata ka e bile a setse a e berekile lobaka gape a na le maitemogelo mme a kopa batsadi gore ba seka ba latlhelela bana ba bone ba beile thata mo go ene ka gore ke morutabana. A re bangwe batsadi go lebega ba sa tlhokomele bana mo go kalo selo se a reng ga se a siamela thuto ya bana. Mme Leiso o weditse ka gore sekole se tsena ka nako ya boferabobedi phakela mme se tswe ka nako ya bone maitseboa. education 4 Ba kopa go sielwa metsi Banni ba Shadishadi mo kgaolong ya Letlhakeng/Lephepe ba kopile go sielwa metsi. Kopo eo e dirilwe ke Kgosi Keotshepile Gabanakgosi mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo, Rre Liakat Kablay beke e e fetileng. Kgosi Gabanakgosi o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno ba sielwa metsi ka dikoloi go tswa kwa Loologane, ke koporase ya metsi mme metsi a teng a sa lekane morafe. Mogolwane wa WUC Rre Kabelo Matebesi o ne a kopa maitshwarelo go bo ba tsere lebaka go thusa motse oo ka metsi, mme a tlhalosa fa tiego e e bakilwe ke go bo sediba se ba neng ba akantse go se dirisa se ne sa supa fa se kgotlelesegile. Rre Matebesi a re ba setse ba sekasekile sediba sa khansele se se ntseng se nosa matimela, mme go supagetse fa metsi a sone a lekane e bile a le phepa go ka nowa ke morafe, e bile ba setse ba dumalane le khansele gore ba se dirise go siela morafe. O tlhalositse fa ba simolotse go goga metsi kwa sedibeng seo, mme tiro eo e tlaa wela mo dikgweding tse nne, mme a kopa morafe gore ba seka ba nosa leruo metsi a sediba seo ka a ka tlhaela motse. Rre Kablay o ne a akgolela ba WUC tshwetso eo. A re ba supile maikaelelo le maikemisetso a go nosa setshaba. Kwa motsaneng o o mabapi wa Shonono gone banni ba ne ba kopa go thapelwa balebeledi ba twantsho borukutlhi go thusa go lwantshana le borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng. Se se boletswe ke modulasetilo wa ditlhabololo tsa motsana oo, Mme Keitumetse Mosimanewapoo ka jaana a re batho ba dira dilo tse di duleng mo tseleng ka jaana motsana oo o sena sepodisi. Mothusa ramapodisi wa Sojwe, Rre Jones Katlholo o ne a gakolola komiti eo go kopana le kgosi mme ba dire kopo eo ka kwalela kwa sepodising sa Sojwe. Mo go tse dingwe, Rre Katholo o ne a kopa morafe go sala morago dinako tsa thekiso ya nnotagi mo malwapeng le go itsa go rekisa majalwa a a sa letlelelweng ka a sa siamela botsogo le botshelo jwa batho. Mothusa mokwaledi wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Douglas Sesimanyana le ene o ne a tlhalosa fa a utlwile dilelo tsa batho ba Shonono, mme o tlaa leka ka bojotlhe gore ba kgone go bona thuso. society 9 BOCRA e rotloetsa tiriso ya boranyane Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane o galaleditse lekalana la Botswana Communication Regulatory Authority (BOCRA) go aba dilaptop ga mmogo le porintara. Fa a amogela dimpho tseo, Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa makgotla a Setswana a tla inaakanya le ditlhabololo tsa maranyane mme ba tokafatse tiro ya bone. Kgosi o tlhalositse fa maduo mo tirong a tsile go fetoga ka ba na le dibala makgolo tse di bofefo go dira tiro. O tlhalositse gore e re ka ba na le diofisi tse dintsi mo kgaolong ya Legare, ba tsile go kgaogana dibala makgolo tseo gore botlhe ba tokafatse maduo a bone. E rile a tswa la gagwe, moemedi go tswa kwa lekalaneng leo, Rre Aaron Nyelesi a tlhalosa fa BOCRA e itlamile go tsamaisa melawana ya tiriso ya ditlhaeletsanyo e akaretsa seromamowa, poso, internet le mesokela tsebeng. Rre Nyelesi o tlhalositse gore ba itebagantse le go bona gore a ditlhaeletsanyo di dirwa ka fa tshwanelong, ke ka moo ba sa iponang tsapa go abela makgotla a Setswana mpho eo gore le bone ba nne mo dinakong. A re gantsi o fitlhela makgotla a Setswana a saletse kwa morago mo dilong di le dintsi ntswa ele bone ba ba santseng ba somaretse ngwao thata. O ne a tlhalosa gore ka dimpho tse, makgotla a Setswana a kgaolo ya Legare jaanong a tla a somarela dikitsiso tsotlhe tse banang le tsone go itsa go nyelela. Fa a latlhela la gagwe, Motshwarelela mookamedi wa makgotla a Setswana a kgaolo ya Legare, Mme Atlarelang Garetshwane o supile fa lekalana la BOCRA le ba dirile motlotlo fela thata, mme e bile ba tsile go tshwara dimpho tseo ka matsetseleko gore ba tle ba kgone go tokafatsa maduo mo tirong. BOKHUTLO society 9 Jacobs ga a ipone tsapa Go sa tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa mmadikole jaaka balekane ba gagwe go ne ga se ka ga kgoba Mme Tshidiso Jacobs marapo. Mme Jacobs, yo o dingwaga tse dimasome mabedi le borobabobedi wa kwa Gakhibane mo kgaolong ya Kgalagadi, o ne a supa fa a tlhaloganya puo e e reng maano a botshelo ga site go sita a loso. Morago ga go tshela ka ditiro tsa nakwana, Mme Jacobs o ne a gagamatsa a sena go tshola ngwana ka a ne a tlamega go mo tlhokomela. Ka thuso ya puso, Mme Jacobs o ne a tsena thulaganyo ya katiso ya bananae e itsegeng ka leina la Youth Boot Camp. Go tsena lenaneo le go ne ga mo ruta gore mo kgwebongmotho o itshokela go fenya dikgwetlho tsa botshelo. Fa a sena go anya dithutotse mo ithutuntsong e e neng e rulagantswe ke lephata la banana le ba sesole saBotswana,monana yo o ne a thapiwa ke lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES)a direla mo lephateng la banana mo Tsabong lebaka la ngwaga. Se se ne sa mo fa sebaka sa go ya go bereka le batho le goisa ditirelo tse di kgotsofatsang kwa setshabeng. Le ntswa madi a katso a ne a le mannye, Mme Jacobs o ne a seka a ipona tsapa ya go itoma molomo wa tlase. O ne a rwala ditlhako a leba kwa YouthDevelopment Fund (YDF) go kopa thuso ya go simolodisa kgwebo ya kapeiya Giwera Snack Shop kwa Tsabong. Mme Jacobs o ne a rekelwa kolotsana e e gogiwang e e faphegilenge e diretsweng go apaya.Kolotshana e ne e tla e patilwe ke didirisiwa tsakapei. Kgwebo ya Giwera e rekisa dijo tse di akaretsangmarotho ka go farologana, matapole a a gadikilweng le tse dingwe. Monana yo a re dikgwedi tsa ntlha tse tharo fa kgwebo yagagwe e sena go simologa e ne e dira bontle, mme morago ga dikgwedi tsetharo a simolola go ingwaya tlhogo ka o ne a tshwanela go busa sephatlo sa madia a thusitsweng ka one. Le fa go ntse kgwebo ya gagwe e ne ya ya itsetsepela. Mme Jacobs o ne a ikana gore ga a kake a salela kwa morago kadituelo. A kgwebo ya gagwe e santse e tsisadipoelo tse di nametsang bogolo jang mafelo a kgwedi. A re bophepa mo madirelong agagwe bo rotloetsa batho go reka kwa go ene. Kgogedi e nngwe e Mme Jacobs a e kaileng ke tlhwatlhwa ya dijotse a di rekisang. O tlhalositse fa bareki ba kgwebo ya gagwe ba seke baikotlhaela madi a bone ka sekale le tatso ya dijo di ba kgotsofatsa. Lerato la ga Mme Jacobs mo kapeing le lone le na le seabe se segolo mo kgalalelong ya kgwebo ka a dira tiro ka lerato le le manontlhotlho. Godimoga moo o dirisa dibuka tsa madi le go di dupa go bona gore a kgwebo ya gagwe etsweletse. Kwa ntleng ga go itshetsa, Mme Jacobs a re o dirisa dipoelotse go tsamaisa kgwebo. economy_business_and_finance 3 Bodiredi bo tshabisitswe metsi Bodiredi jwa kgotla kwa Mababe bo ne jwa hudusiwa ka diamaramara morago ga merwalela e e neng ya hupetsa matlo a bone. Motshwarelela mookamela mapodise a Maun, Superintendent Oarabile Hulela, o boletse gore ba ne ba tlamega go hudusa bodiredi jo bo akaretsang mapodise le bakwaledi ba kgotla ka jaana matlo a bone a ne a ageletswe ke metsi a go lebegang a ne a tswa mo nokeng. A re ba ne ba kopela bodiredi joo bonno jwa nakwana kwa Sankoyo dikhilomithara di le masome a mararo le bosupa go tswa kwa Mababe. Superintendent Hulela o boletse fa mo nakong eno bodiredi jo bo theogelela kwa Sankoyo fa ba sa ntse ba tsweletse le go ba batlela sepalamo se se ka ba isang moso le moso kwa Mababe. E re dikgang di eme jalo, Superintendent John Kelebeng o boletse fa ba tshegeditse rre mongwe wa motse wa Nxaraga ka jaana a fitlhetswe ka dirope tsa mmantshe. A re rre yoo o boletse fa ene a sa bolaya mmantshe yoo mme a bolailwe ke dintsa. Mo kgannyeng e nngwe o tlhalositse fa ba le mo patlong ya borre bangwe ba le babedi ba ba tshabileng kwa seleng beke e e fetileng. A re borre bao ba tshwerwe ka melato ya go kgothosa le go thuba matlo mme ba ne ba nyelela mo matlhong a mapodise fa ba ba kobakobile. Superintendent Kelebeng o boletse gape fa ba boloditse letsholo go batla koloi nngwe ya modiro wa Corolla e e utswilweng mo dikagong tsa sepodise. A re e ne ya re kgwedi eno e rogwa mapodise a filthela koloi eo e phuagantswe kwa motseng wa Sexaxa mme ba e gogela kwa dikagong tsa sepodise ka go tlhoka lesego ya utswiwa jone bosigo joo. O tsweletse a tlhalosa fa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa a ne a itatlhela mo nokeng ya Thamalakane a re o bidiwa ke badimo ba gagwe mme ka lesego baboni ba tiragalo ba mo namola ka bofefo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Industrial court e aba pompo Badiri ba lekgotla la ditsheko tsa pereko ba abetse lelwapa la ga Mme Mmaseritshane Maborwane kwa Serinane pompo ya metsi. E rile a amogela baeng kwa tirong eo, Kgosi Phillip Galeatle wa Serinane bosheng a leboga ba Industrial Court ka ba tsiseditse Mme Maborwane se a neng a se tlhoka. Kgosi Galeatle o ne a tlhalosa fa go tla ga bone go ba itumedisitse fela thata. Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay, o ne a supa fa go itumedisa gore ba bo ba kopanye le ba lekgotla leo e se ka tsheko, mme ba kgobokanye go tla go amogela dimpho. O lebogetse badiri bao go reetsa kopo ya ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, ya gore Batswana ba thusanye. Rre Kablay o boletse fa badiri bao ba tsentse matsogo mo dikgetsing tsa bone go kolekela pompo eo, le ntswa botshelo jwa kwa Gaborone bo le thata. O tlhalositse gape fa ba itumelela gore mpho eo e ajwa ke Batswana, e seng dikhamphani kana mabenkele a matona jaaka go tlwaelesegile. O boletse gape fa Mme Maborwane yo e bileng e le mo-na-le bogole, a sale a lela ka letlhoko la metsi, mme se se raya gore ba lekgotla leo ba tsile ka kwa lefelong le le siameng ka nako e e tshwanetseng. Mopalamente o tlhalositse fa letlhoko le le lentsi thata kwa kgaolong ya gagwe, selo se a kaileng fa se ketefaletsa puso tiro, ka e ka seke e kgone go thusa batlhoki ka nako e le nngwe fela. O eleleditse badiri bao masego le matlhogonolo a a tswang kwa Modimong, gore o ba thuse go ya pele, ba tlhatlosiwe maemo gore ba tle ba dire go feta fa ba dirileng teng. E rile fa a aba mpho, mothusa mokwaledi kwa Industrial Court, Rre Bakang Tshipinare, o ne a supa fa ba leboga tautona wa lefatshe leno gore a bo a ntshitse letsatsi le badirelepuso ba tswang ka lone go ya go direla setshaba. O supile fa ba na le komiti e ba e tlhamileng go direla setshaba, a supa fa ba ntshitse madi mo dikgwatlheng tsa bone le go rekisa borotho kwa tirong go kgobokanyetsa tiro eo madi. Fa a amogela mpho eo, Mme Tukunuku Maborwane o ne a supa fa ba itumetse go feta selekanyo ka jaana ba ne ba ntse ba kgobakgoba kwa khanseleng ba kopela motsadi wa bone metsi, ka e le mo-na-le bogole. O tlhalositse fa ba tla a e tlhokomela gore e seka ya rojwa ke leruo, a supa fa selo se setona mo botshelong e le metse. Mokhanselara wa kgaolo, Rre Meshack Tshenyego o ne a supa gore ba Industrial Court ba ba tlhofofaleditse tiro ka go tsenyetsa Mme Maborwane metsi, ka jaana o ne a sa ba robatse ka ntlha ya go tlhoka metsi. BOKHUTLO society 9 Kotsi e gapa matshelo a bana ba le babedi Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e gapileng matshelo a bana ba le babedi fa yo mongwe a falotse ka dikgobalo tse di masisi. Superintendent Robert Mack a re bana ba ba tlhokafetseng ke mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro le monnawe wa mosetsana o ene a neng ale dingwaga tse di lesome le bone, fa yoo bonyeng dikgobalo tse di masisi e ne e le mosimane wa dingwaga tse di lesome le bosupa. Rre Mack a re kotsi eo e diragaletse gaufi le sekole sa Letlhakane senior secondary. A re koloi ya modiro wa Toyota Corolla e amegang mo kotsing eo e ne ya tswa mo tseleng mme ya thula bana bao ka boraro jwa bone. O tlhalositse fa bana bao ba ne ba tswa kwa morakeng mongwe gaufi le Mokobaxane mme ba ile Letlhakane ba romilwe ke batsadi ba bone. Rre Mack a re mokgweetsi wa koloi o thusa mapodisi ka di tlhotlhomiso. E re dikgang di eme jalo, Superintendent Mack o kaile fa ba ne ba tshwara batho ba le borataro kwa Letlhakane ka malatsi a paseka ba ba neng ba nwela bojalwa mo mafelong a go sa letlelelwe go nwela teng. O tlhalositse gore batho bao ba ne ba lefisiwa mme morago ba gololwa. Rre Mack o ne a tswelela a ikuela mo setshabeng mme a kopa ba ba tsweletseng ka mesepele go boela kwa mafelong a ba nnang kwa go one go kgweetsa ka kelotlhoko, ba etse tlhoko leruo le diphologolo tsa naga mo tseleng. A re ba ipaakanyetse mesepele go sale nako gore ba kgone go kgweetsa ba iketlile ba sa potlakele gope le gone gore ba dikoloi tse di ka senyegang mo tseleng ba kgone go bona thuso ka bofefo. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bagodi kwa Maun ba tlaa nna le lefelo la itluso bodutu Go tlaa simolodisiwa lefelo la itloso bodutu la bagodi kwa Maun mo bogaufing,. Mongwe wa basimolodi ba lefelo leo la Polokong, Mme Beauty Bagwasi, a re o itumelela go bo a fitlheletse toro ya gagwe ya go direla bagodi lefelo la mofuta o. A re kago ya lefelo leo, le le kwa kgotleng ya Matlapana, e simologile ka 2016 go le thata, mo a kileng a akanya go fetola mogopolo, mme ka thata ya Modimo, a tsweledisa tiro eo, ka jaana a ne a batla go dira pharologanyo mo matshelong a bagodi. Mme Bagwasi a re o ne a tswelela ka go apeela bagodi le go etela ba ba sa kgoneng kwa malwapeng, mme bangwe a ba phephafaletsa bonno. A re bagodi ke batho ba ba botlhokwa mo setshabeng, ka jalo, ba tlhoka go tlamelwa le go fiwa lerato. A re go bo lefatshe leno le rena ka kagiso le thitibalo, ke ka ntlha ya bagodi ka jaana ba ne ba sireletsa dilo tseo. Mme Bagwasi a re go botlhokwa go lemoga tiro e bagoi ba e dirileng ka jaana bangwe ba le fa ba leng teng mo botshelong ka ntlha ya kgodiso le tlhokomelo ya bagodi. A re go ngomola pelo go bona bagodi bangwe ba tshelela mo khumanegong le mo bodutung. A re se ke sone se dirileng gore a tie moko, mme a simolodise kago ya lefelo le ba ka iketlang kwa go lone; ba tlamelwa ka dijo, mme maitseboa ba boele malwapeng. E rile ka Matlhatso, mekgatlho mengwe e ne ya thusa Mme Bagwasi go penta le go phepafatsa lefelo leo, ba le baakanyetsa pulo semmuso. O lebogetse mekgatlho le dikhamphane tse di mo emeng nokeng gore a kgone go fitlhelela toro ya gagwe, a re o na le tsholofelo ya gore mo bogautshwaneng, lefelo leo le tla wela, mme bagodi ba simolole go le dirisa. economy_business_and_finance 3 Madigele o rotloetsa balwetse go itlhaganelela dikokelo Mothusa tona wa botsogo, Dr Alfred Madigele o boletse fa go itlhatlhoba le go ikalafa kwa dingakeng tsa setso go se molato mme mathata e le go diega ko go bone go fitlhela bolwetse bo kekela. Dr Madigele yo e bileng gape e le mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang o buile jalo ko diphuthegong tsa kgotla kwa masimong a Kanngwe le motsana wa Tsoaneng bosheng. Maikaelelo a diphuthego tsa gagwe ke go lere malebo go bo b a mo rumile ko palamenteng le go tsaya dikopo tsa bone go di isa ko palamente e e tlang. Mo puong ya gagwe o boletse fa Batswana ba rata bongaka jwa setso mme e re bo sena go palelwa ba sianele kwa di kokelong go setse go le maswe mme e re molwetse a tlhokafala ba bitse kokelo sebolaelo le mororo ba diegile ka molwetse. Mothusa tona o rotloeditse Batswana go etela dikokelo go itlhatlhobela malwetse mangwe le mangwe le fa ba sa lwale. O boletse fa malwetse a a tshwanang bolwetse ja sukiri, madi a matona le bo kankere a le borai thata ebile ke one jaanong a apesitseng setshaba kobo ka letshoba. Dr Madigele o ba boleletse gore puso e mo lenaneong la gore e godise dikokelwana tsotlhe mo Botswana go nna dikokelo fa seemo sa madi jaaka se tokafala jaana. O boletse fa kokelwana ya Tsoaneng e le mo lenaneong ebile madi a yone a bonetse. O boletse fa go etela dikokelo ke batho fela go thusa puso mo ditogamaanong tsa yone ka gore dipalo di tlaa supa gore batho teng ba batla thuso ya tsa botsogo ka bontsi jo bo kafe. E ne erile go le pele banni ba kopa kokelo ya Kanngwe e atolosiwe e nne le baoki ba ba lekaneng ba bolela fa ba nna ko masimo ba lema mme ba tshabelelwa ke go longwa ke dinoga mo ba batlang kokelo e nna le ditsompelo tsotlhe. Banni gape ba kopile ditlhaeletsanyo gore di ngoke banana go nna ko masimo ba dire tsa temo-thuo. Ba kopile tlhabololo ya ditsela gore ba oke bareki ba dijo tse di tswang mo masimong a bone. health 6 Baherero ba tshwere ngwao Morafe wa Baherero ke mengwe ya ee santseng e tshwere ngwao, selo sese ba farologanyang ebile se bafa seriti mo merafeng e mentsi ee mo lefatsheng leno. Mo merafeng ka bontsi, fao buwa ka go gama go itsiwe hela gore ke tiro ya bo-rre le bana ba basimane, mme mo morafeng wa Baherero ga oa nna jalo. Bo-mme ba teng ke bone ba ba itseng gore phakela faba sena go direla ba lelwapa tee, go simologa tiro e bontsi bo akanyang ele ya bo-rre ya go gama. Ene yare bosheng BOPA ya etela kgaolo ya Okavango ee nang le merafe ka go farologana mme gareng ga yone gona le Baherero, lefelo ke motsana wa Habu meraka yone ba e bitsa bare Kakanaga. Re gorogile koo go santse gole mo mosong mme ka modimo o saje nkabo, ra fitlhela dimakatso, a tsene kafa tlase ga maradu mosadi wa Moherero a ntsha bosweu, lehulo la teng ekare go dirisiwa matshine. Sese hakgamatsang ke gore motho oka akanya gore fa ba dira tiro e, batlaa rola ditukwi le mesese ya bone e go lebegang ele bokete e. Ka ane a bona kgakgamalo e kgolo mo matlhong a rona, Mme Rachel Tjihumino o ne are tlhalosetsa gore ka tlholego ya bone, bo-mme ke bone ba ba gamang fa bo-rre tiro ya bone ele go phutha dikgomo le go netefatsa gore maradu aa katisiwa. A re ngwao ya bone e rotloetsa gore fa ngwana wa mosetsana ale dingwaga tse di borobabongwe goya kwa godimo abo a simolola go rutwa go gama, a tlatsa ka gore legale bone gaba tshwane le merafe e mengwe ee berekisang bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le gone goba ntsha mo sekolong. Mme Tjihumino a re se se botlhokwa ka gore fa ngwana yoo aka bona monna wa moherero, go gama ke sengwe sa dilo tsea tshwanetseng gore abo adi itse fa aya go simolola lelwapa. Bontsi jwa bo-rre bare buisaneng le bone ba tlhalositse fago gama ele tiro ya bo-mme ka ele bone ba salang le bana mme ba tshwanetse go netefatsa gore ba aja. Mongwe oka akanya gore se bo-rre ba baherero ba se dirang ke botshwakga ka jaana re fitlhetse rre wa lelwapa a iketlile a ntse mo setilong sa dikgole ekare kgosi ya bogologolo fa mme wa gagwe ene ale ko sakeng. Are ere ntswa Baherero ba santse ba itshegeditse ka ngwao eya bone, gona le matshosetsi a gore e a nyelela ka jaana banana ba bone ba itewa tsebe ke dingwao tsa merafe e mengwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 €˜Emisang go bipa dikgang tsa kgokgontsho’ Mookamedi wa mapodisi kwa kgaolong ya bokone jwa legare, Senior Assistant Commissioner Christopher Mbulawa, a re dikgang tsa kgokgontsho di tlhoka go rarabololwa ka tlhomamo. Rre Mbulawa o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye bosheng. O ne a rotloetsa batsadi go sireletsa bana a re ba seka ba raelwa ke ope go tsholola dikgang. “Emisang go dira dilo tse di supang go tlhoka boikarabelo. Mo mabakeng a mangwe, botlhale bo ja mong wa jone, ka jalo ntshang bosupi le thuse mapodisi go lwantsha borukuthi,” Rre Mbulawa a gakolola. O supile gore dikgang tsa borukutlhi kwa Mahalapye ga di jese diwelang. Rre Mbulawa a re dikgang tsa go thubiwa ga matlo, go utswiwa ga megala ya motlakase le melato e e amang bakgweetsi ga di robatse morafe le mapodisi a kgaolo ya Mahalapye. A re seemo seo se supa gore botlhoka tsebe bo ile magoletsa kwa Mahalapye. “Re batla go tlhomamisa gore banni ba Mahalapye le baeng ba bone ba sireletsegile. Go na le palo e potlana ya bangwe ba ba tshedisetsang banni ba Mahalapye mo kgobedung,” Rre Mbulawa a supa. A re bosheng, ka maiteko a go tsibogela seemo, mapodisi a boloditse letsholo kwa Mahalapye le le simolodisitsweng ke lekalana la Special Support Group (SSG), mme la salwa morago ke le lengwe la bomme ba mapodisi ba le lekgolo. “Maikaelelo a rona ke go tsisa thitibalo mo Mahalapye,” Rre Mbulawa a tlhalosa, a tlatsa ka gore ntle le go phuruphutsha ba ba belaelwang, letsholo le ne le tsamaya le ruta mo dikolong le dikereke ka botlhokwa jwa gore morafe o tshwaragane le mapodisi go lwantsha borukuthi. Rre Mbulawa a re go a tshwenya go bona bangwe ba tsweletse ka go amogiwa dithoto le madi mme ba tsiediwa motlhofo ke batho ba ba sa ba itseng. O tlhalositse gape gore tiriso ya ditagi le botlhoka tsebe di tsenelela le mo mafelong a a itshekileng jaaka dikereke. “Matlho a rona re le mapodisi ga ana go katoga Mahalapye. Le fa re ka itlama gore bodiredi jwa rona bo tlaa dira ka natla go sireletsa Mahalapye mo dirukutlhing, ga re kake ra kgona ntle le tshwaragano ya lona. Fa re ntse re tsweletse ka tiro ya rona ya go lwantsha borukuthi, ga go nne monate mo matshelong a lona, ka gore mo mabakeng mangwe re kgona go kgoreletsa mesepele ya lona ka nakwana re sa ntse re phuruphutsha tse re di batlang,” Rre Mbulawa a tlhalosa. Mookamela lekalana la mapodisi la pharakano, Senior Assistant Commissioner Katholo Mosimanegape a re ka tsamaiso ya molao, mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo go lwantsheng borukutlhi. Rre Mosimanegape a re itshireletso e e dirwang ke batho mo malwapeng ka mabotana, dintsa, terata tsa motlakase lego hira badisa dikago, ke sesupo sa gore borukuthi bo tsere phekelo e sele mo batho ba tshelela mo poifong ka ba lemoga fa ba sa sireletsega. “Ga re eletse go bona le tlhorwa boroko ke dirukuthi, re batla go bona le nna ka kagiso,” Rre Mosimanegape a tlhalosa. A re go utlusa botlhoko go thanya mo borokong o fitlhela mongwe yo o sa mo itseng a ipipile sefatlhego a go supile ka sengwe se se borai. O supile fa dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho, bontsi jwa tsone di bakwa ke go tlhoka boikarabelo. “Go itumela ga se molato, le fa go ntse jalo boitumelo bo seka jwa sira dikakanyo tsa gago le kelelelo mo o felelang o dirile kotsi kana ditiro tsa borukuthi,” Rre Mosimanegape a gakolola. crime_law_and_justice 1 Rutang bana ngwao Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re ga a itumedisiwe ke bagolo ba ba sa ruteng bana ngwao sentle. Kgosi o buile jalo fa a ne a bula letsatsi la go ipelela ngwao bosheng mo lefelong la bana ba ba tlhokomelwang ke puso la Mpule Kwelagobe Children Centre. O ne a gatelela gore Setswana se se reng, ‘tlhako ya morago e gata fa ya pele a gatileng teng’, se tshwanetswe sa agelwa mosako ka go ruta bana ngwao ya bone. Kgosi Mosielele o ne a kaya fa palo ya bana ba lefelo la Mpule Kwelagobe e le kwa godimo thata mme puso e le nosi e ka seke e kgone go tlhokomela bana bao mme e tlhoka kemonokeng ya setshaba le dikhamphani tse di ikemetseng. Mogolwane wa sekole sa Mpule Kwelagobe, Mme Kebabonye Nthobatsang, o gateletse mafoko a ga kgosi a kaya fa bana ba tlhoka lerato le go bona difatlhego tse disha ka go le gantsi ba nna ba bona batlhokomedi ba bone fela. Mme Nthobatsang o gateletse fa bana ba tlhoka go itse fa go na le batho jaaka bonkuku, mmemogolo, rrangwane le malome, mme a kaya fa se se ka fitlhelelwa fa bana ba ka nna ba etelwa kwa lefelong la bone. Letsatsi la ngwao la Mpule Kwelagobe le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Seriti sa Ngwao go ya Kokomaneng e e Tlang. BOKHUTLO education 4 Khurumela e gapa sekgele Kgaolwana ya Khurumela kwa Palapye, e gapile sekgele mo dikgaolong tsotlhe tsa Palapye kwa dikgaisanong tsa mmino le botaki, tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye ka mafelo a beke. Kgaolo eo e tsere sekgele sa ntlha mo dikhwaereng, morago ga gore khwaere ya Dinganga e gape maemo a ntlha mme ya ikgapela dikete tse tlhano tsa dipula, e longwa serota ke ya Metuka, ya kgaolwana ya Boikago, e yone e ikgapetseng madi a kana ka dikete tse tharo. Kgaolo ya khurumela e ile ya ipoeletsa go gapa maemo a ntlha mo pokong, fa Gosego Morris a sena go gaisa baboki ba bangwe mme a ikgapela madi a kana ka dikete tse pedi le sephatlo, fa Lorato Dimeku wa kgaolo ya Boikago, a bone maemo a bobedi mme a ikgapela madi a kana ka sekete le sephatlo. Mo mminong wa katara, Michael Monang le Duncan Moilwa ba ile ba ikgapela maemo a ntlha le a bobedi ka tatelano, fa mo metshamekong. A di Lele go tswa Khurumela, e ile ya gapa maemo a ntlha mme Go sha Legong ya Boikago, yone ya gapa a bobedi. Mongwe wa baatlhodi Rre Kelebogile Maletsanaka, o kgothaditse badiragatsi go ikatisetsa dikgaisano ka tlhoafalo, a supa gore bangwe ba ne ba le ditlhong e bile ba supa fa ba sa ipha sebaka sa go itlhokotsa sentle. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba-na-le bogole ba fiwa dikarata Batswana ba ba tshelang ka bogole ba kopilwe go ikopanya le ba boipelego go ba thusa go dira dikarata tse di ka tokafatsang matshelo a bone. Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya Shoshong, mothusa tona wa ofisi ya merero ya ga tautona le bodirela puso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o boletse fa nako ya gore ba-na-le bogole ba akole se puso e ka se ba direlang e gorogile. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gore kgang ya ba-na-le-bogole ke nngwe ya dintlha tse di tshwentseng tautona ka ba ne ba sa bone ditshwanelo tse di lekanang la tsa mongwe le mongwe, ke ka moo puso e tsereng tshwetso ya gore ba sekasekwe, mme ba fiwe karata e e tlhalosang bogole jwa bone ba bo ba bone ditshwanelo tse di maleba. O boletse gore ba tla fiwa dikarata tse di tla tokafatsang matshelo a bone, di akaretsa le go sa dueleng mo dipalamong tsa ga Seabelo go ya kwa ba batlang go ya teng, gammogo le go fiwa tlotla ya go thusiwa pele ga ba bangwe gongwe le gongwe kwa ba tlhokang thuso teng. O tlhalositse gore ba-na-le bogole ba tshwanetse go ntshiwa kwa mahure. Fa a itebaganya le segajaja, Rre Matlhabaphiri o boletse gore lefatshe la Botswana le dirile gotlhe mo le ka go kgonang go lwa kgatlhanong le segajaja, jalo a bolela gore mme puso e tshwenyegile ka go lebega go itshwanela fela ka go santse go na le bangwe ba ba tsenwang ke mogare o mosha ntswa maikaelelo a puso e le gore go se nne le dikgetse dipe tse di sha ka 2016. A re go a tlhobaetsa go bo bangwe ba santse ba tsenwa ke mogare gonne go ya ka tshekatsheko e dirilweng bosheng, selekanyo sa mogare se a oketsega ka jalo a kopa Batswana go iphapha go tsenweng ke mogare o mosha. Rre Matlhabaphiri o rotloeditse makau gore a nyale makgarejwana a bone, ba nne le mokapelo a le mongwe ba bo ba dirise dikausu, gonne a re moo go tla tila go tshelanwa mogare. O tsweletse a kopa gore bomme le bone ba dirise dikausu tsa bone, gore botlhe ba nne le seabe mo go lwantsheng mogare. A re go a swabisa gore bangwe ba Batswana ba palelwa ke go itlhatlhobela mogare ka jalo a kopa borre go ema ka dinao go netefatsa gore ba itse seemo sa bone sa mogare. O kgothaditse borre go rupa, a re seo, se ka fokotsa go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS mme e bile go thusa gore mosadi a seka a tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo. Bokhutlo politics 7 Twantsho tshenyetso setshaba e tlhoka seabe sa botlhe Mothusa tona mo lephateng la papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu, a re maiteko a go nyeletsa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo a ka atlega fela fa baeteledipele ba lefatsheba ka ikgogela morago mo go nneng le seabe mo ditirong tsa tshenyetso setshaba. Rre Rakhudu yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Gaborone bokone o buile mafoko a fa a ne a simolodisa semmuso mokgatlho wa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo o o bopilweng ke batho ba motse wa Mahalapye o o bidiwang Mahalapye Community Anti Corrution Club bosheng kwa dikagong tsa ba thuto. Modulasetilo wa mokgatlho ono, Rre John Ramaphato o tlhalosiste fa maloko ba tlhamile mokgatlho o no go ruta le go kgothatsa bangwe ka bone le morafe go lwantsha tshenyetso setshaba. Rre Rakhudu o ne atswelela ka go bolela gore dikgang tsa tshenyetso setshaba tse di amanngwang le baeteledipele bangwe ba lefatshe go balelwa badirela-puso di ka diga seriti sa lefatshe leno le go rotloetsa batho ka bongwe ka bongwe go nna le seabe mo ditirong tsa tshenyetso setshaba ka jaana ba itse fa go se ope yo o ka lomang puso tsebe ka ditiro tsa go nna jalo. Tona Rakhudu o boleletse batho ba ba neng ba tsene letsatsi leo fa tshenyetso setshaba e dirwa ke batho bangwe ka maikaelelo a go ikhumisa ka dithoto tsa setshaba le go thapa batho mo ditirong ka go dirisa losika kana botsala ntswa batho ba go nna go jalo ba sena dikitso tse di tlhokwang. Rre Rakhudu o boletse fa makgotla a twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo a tsile ka nako e e tshwanetseng ka jaana go na le dikgang di le mmalwa tse di begwang nako le nako mabapi le tshenyetso setshaba segolo jang mo maphateng a mmuso le dikompone tse di tlhakanetseng kgwebo le mmuso. A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go lwantsheng tshenyetso setshaba ka go dirisana le badiri ba DCEC, Mapodisi, dikomiti tsa twantsho borukutlhi le bagolwane ba motse ba tshwana le dikgosi,maloko a dikomiti tsa ditlhabololo le makhanselara. Bokutlo crime_law_and_justice 1 Lenaneo le tsamaya sentle kwa Serinane Lenaneo la nyeletso lehuma le gatetse pele kwa Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. Se, se supilwe ke kgosi ya motse oo, Rre Malang Galoatle mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang bosheng. Rre Galoatle o supile fa manano a a dirang sentle kwa motseng oo a akaretsa dimausu, dihutshane le ditshingwana tsa merogo. Kgosi Galoatle o ne a tswelela ka go supa fa a sa itumelele khamphani ya metsi ya Water Utilities. O supile fa badiri ba Water Utilities ba kgona go kgaola metsi le dipompo ba sa ba rerisa ele boeleteledipele jwa motse. O ne a supa gape fa a itumeletse banni ba motse oo gobo bas a senye dipompo. Kgosi o tsweletse ka go supa a sa itumelele leruo le le sailang mo motseng. O ne a tlhalosa fa ba tlaa tseela barui ba ba tlogelang leruo la bone le gobeya mo motseng dikgato tse di maleba O ne a tswelala ka go galaletsa komiti ya ditlhabololo ya motse oo ka e ikemiseditse go tlhabolola motse wa Serinane. O ne a supa fa a tlhoka koloi ya kgotla gammogo le ofisi ya kgotla.Kgosi Galoatle o supile fa ba dirisa ntlwana e e kamore dipedi e ba e adimilweng ke ba komiti ya ditlhabololo go e dirisa le mapodisi ga mmogo le mokwaledi. O kaile fa mapodisi ba thusa motho kana mokwaledi o tswanetse a ba thibogela kana ene fa a thusa motho mokwaledi le mapodisi gare ba mo thibogele. O tsweletse ka go supa fa gona le tlhaelo ya matlo a bodiredi kwa motseng oo.O ne a supa fa borukhitlhi bo ile kwa tlase kwa Serinane.O kaile gape fa ba ba rekisang majalwa a Setswana le bone ba setse molao wa thekiso ya majalwa morago. Fa a latlhela la gagwe leloko la komiti ya ditlhabolo ya motse oo Mme Kolobetso Lekololwane o supile fa ipelegeng e ba thusitse ka go dira ditiro dingwe mo motseng oo. O ne a supa fa ba agile matlwana a boiteketso ale mabedi ka lenaneo leo kwa kgotleng. O ne gape asupa fa ba tsweletse ka kago ya ntlo ya modiro wa LA2 ya modiredi wa boipelego gammogo le go rema ditsela tse di tswang mo Serinane go ya kwa Betesankwe le Matswi. O ne a tsweletsa ka go supa fa komiti ya bone e tsenya madi ka go hirisa matlo a boroko gaamogo le go rekisa ditena Mme Lekololwane o supile fa ba itumelela gobo bahirisi ba matlo ao ba duela sentle. economy_business_and_finance 3 Lephata le tlaa tsibogela seemo sa kokelo Mothusa Tona wa Botsogo, Dr Alfred Madigele, a re lephata la gagwe le tlaa tsibogela dilelo le matshwenyego a kokelo ya Letsholathebe II kwa Maun. A re matshwenyego, a akaretsang go na ga borulelo, ke a a tshwanetseng go tsibogelwa ka bofefo, segolo jang ka dinako tsa dipula di setse di le gaufi. A re go itlhokomolosa go na ga borulelo go ka baka tshenyo e ntsi thata e e ka felelang e lopile puso diketekete tsa madi go baakanya. Mothusa tona a re lebaka le le dirileng gore a tsene ka kokelo eo le fa a ne a fetela kwa Gweta ke go utlwa dipego tsa bosheng tsa gore metsi a kokelo eo a kgotlelesegile, ka jalo a batla go utlwa gore seemo se ntse jang le gore ba thusa balwetse jang. Mothusa tona o bile a akgola bogogi jwa kokelo eo a re e re ba ne ba sa itse gore o etla, o e fitlhetse e le phepa. A re mo dikokelong tse dingwe, go na le dikgang tsa gore badiri ga ba tsee balwetse sentle mme a kgala mokgwa oo. Dr Madigele o ne a batla go itse gore seemo sa bolwetse jwa Malaria sone se eme jang mo kgaolong eo le go batla go itse ka seemo sa didirisiwa dingwe jaaka dikoloi,. A re lephata le na le dikoloi tse ba ikaelelang go di kgaoganya ka botlhoki jwa dikgaolo mme a re le yone kgaolo eo e tlaa bona sengwe. A re ba ne ba tsibogela seemo ka go reka metsi kwa khamphaning nngwe go siela balwetse fa ba sa ntse ba baakanya boranyane. Le fa go ntse jalo e ne ya re morago seemo sa boela meriting. A re dikgwetlho tse dingwe tse ba nang le tsone ke ditswalo tse di wang. Dr Mungisi a re go boammaaruri gore ba na le dikgang tsa badiri ba ba sa tseeng balwetse sentle le fa di se dintsi, mme a tlhalosa fa gantsi ba di tseela dikgato, a tlatsa ka go re tlhaelo ya dingaka le yone ke yone e befisang seemo. Dr Mungisi o bile a re ba tshwenngwa gape ke seemo sa baoki le dingaka tse di santseng di gana go ya go berekela kwa kgaolong eo. A re go setse go na le dikokelwana tse pedi tse di fedileng tse di belegisang mme di sa bulwa ka ntata ya tlhaelo ya baoki ba ba belegisang. Dr Christopher Chembe ene o ne a re ba na le bothata jwa tlhaelo ya boroko jwa baoki. A re dikokelwana tse di kwa ntle ga Maun di santse di se na motlakase mme a re seo se gogisa baoki bokete fa go tla mo go ntsheng maduo. Dr Chembe a re ba na le dingaka di supa fela, a re ba ne ba roba bongwe mme ba babedi ba tlogetse tiro. Le fa go ntse jalo, a re ba itumeletse go goroga ga bomaitseanape mo kgaolong eo bosheng. Mabapi le dipilisi tse di ritibatsang manokonoko a mogare wa HIV, a re ba na le tirisano e ntle le beng ba dikgwebo tsa maroko kwa makgobokgobong go ba thusa ka dipalamo go ya teng go ya go thusa balwetse. O ne a tlatsa ka go re letlhoko la dikoloi ke lone le gantsi le ba kgoreletsang go dira tiro ka ba na le dikoloi tse di rwalang balwetse di le pedi mme fa di isitse balwetse kwa Mahalapye e sala e le selelo le khuranyo ya meno. BOKHUTLO society 9 Mothusa mokwaledi o kgothatsa babereki Mothusa mokwaledi mogolo wa khansele-potlana ya Good Hope, Rre Robert Rabasimane o kgothaditse badiri ba khansele-potlana ya Tsabong go tswelela ba dira ka bonatla go tlhomamisa gore ba ntsha maduo a tlhwatlhwa go dira pharologanyo mo matshelong a Batswana. Rre Rabasimane o buile jaana mo tshidimolodisong ya kabo dietsele tsa khansele-potlana ya Tsabong e le la ntlha bosheng. A re tiro e e ne e le thotloetso le gone go lemoga bokgoni jwa bodiredi go tswelela ba ntsha ga tshwene mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Mothusa mokwaledi o ne a bolela fa setlhogo sa letsatsi leo sa Go Supa Boleng ka Bodiredi jo bo Kgothetseng se rotloetsa bodiredi go dira ka natla, a kaya fa more mogolo go betlwa wa taola, wa motho o ipetla. A re go botlhokwa gore e re le fa modiri a ya go direla go sele a bo a tlogetse motlhala le leina le lentle le a ka salang a gakologelwa ka lone ka ntlha ya go direla Batswana ka botshwrere le bopelotelele. Rre Rabasimane fa a ama boeteledipele jwa khansele eo ka lefoko, o ne a ba kgothatsa go nna sekao mo go ba a ba eteletseng pele. O boletse fa boeteledipele jo bo nonofileng bo tlhokana le motho yo o tshwanetseng go dira se a se tlhaloganyang, go kaela, go ruta go lekola le gone go ela tlhoko ka dinako tsotlhe gore a tiro e dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng gareng ga tse dingwe. A re boteledipele ga se selo se se tsalelwang mme go mo maruding a motho gore a itshupe gore ene o tshwara le go dira tiro ka tsela e e ntseng jang e e kareng kwa bofelong ya itumelelwa ke setshaba le go tsisa diphetogo le tokafatso mo matshelong a setshaba. O ne a rotloetsa ba ba sa amogelang dietsele gore ba seka ba kgobega marapo mme ba intshe kwa morago ba simolole go itoma molomo wa tlase ka go gagamatsa thata mo ditirong tsa bone gore e re mo nakong e e tlang le bone ba lemogwe fa e le badiri ba ba dirileng ka bonokopila. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo le go amogela baeng, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mackenzie o tlhalositse fa e le go leboga le go tiisa moko badiri ba ba ntshitseng tlhogo mo go ba bangwe le makalana a a farologanyeng go tlhomamisa gore ba diragaditsa maitlamo a khansele, e leng Batho Pele ka Ngwaga wa 2017/2018 ka go isa ditlamelo tsa tlhwatlhwa kwa Batswaneng ka nako e e tshwanetseng. Rre Mackenzie o ne a tlhalosa fa gape e le go lemoga seabe sa bodiredi ka bongwe ka bongwe le makalana a a farologanyeng mo khanseleng-potlana eo go diragatsa se khansele e leng sone mo nakong ya gompieno. A re go bereka mmogo ba tshwaraganye, ba le seopo sengwe, ka bopelotelele, le gone go ithuta mo go tse ba sa di kgonang ke yone konokono mo go iseng khansele-potlana eo kwa pele mme kwa bofelong e nne le phenyo mo go iseng ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng le ntswa go na le dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Mme Baipolelang Photlokwe o boletse fa khansele-potlana eo e tlhamilwe ka 2011 le ya Hukuntsi mme a lebogela boeteledipele gore e bo e setse e itshetletse ka go ne go se motlhofo e tlhaelelwa ke bodiredi le didirisiwa. Mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi o ne a galaletsa khansele-potlana ya Tsabong ka go tsaya boikarabelo le go nna le seabe le kgodiso mo go tlhomamiseng gore khansele ya Kgalagadi e itlhoma kwa pele ka maemo a ntlha mo dietseleng tsa 2017/2018 go gaisa dikhansele di le lesome le botlhano mo lefatsheng leno. Mme Photlokwe a re le ene o ne a ikgapela maemo a ntlha a mokwaledi wa khansele yo o gaisitseng ba bangwe, selo se a reng se mo nametsa pelo le go feta le gone go gwetlha badiri go tswelela ba dira ka botswerere le bonokopila mo go thuseng Batswana le gone go isa ditlamelo tse di ka tlhabololang le go tokofatsa matshelo a bone. Maphata le makalana a a farologanyeng mo khaseleng-potlana ya Tsabong, babereki ba ba gaisitseng ba bangwe, ba ba berekileng dingwaga tse di masome mararo le go feta le ba ba itlhopetsweng ke mokwaledi wa khansele le mothusa mokwaledi mo ngwageng wa madi wa 2017/ 2018 ba ne ba atswiwa ka ditlankana le dimpho e le tsela ya go ba tiisa moko. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Giedon Martin mo mafokong a gagwe a tebogo o ne a lebogela botlhe ba ba amogetseng dietsele, a kaya fa e le sesupo sa ka fa ba dirang tiro ba tsentse marapo mo dinameng ka teng a bo a ba kopa go tswelela ba dira jalo le mo nakong e e tlang. O bile a leboga barulaganyi ba letsatsi leo. BOKHUTLO politics 7 Bogodu jwa leruo bo tlhakaladitse kwa Ditshegwane Kgosi Selelo Kelebang wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re motse wa gagwe o tlhasetswe ke magodu a leruo. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Kelebang a bolela fa bogodu jwa leruo bo ile magoletsa. O tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke bana ba motse e bile e le bo rre ba tshwaragane le ba ba tswang kwa ntle. Kgosi Kelebang o ne a kaya fa a lemogile gore bogodu jo bo gwetlhiwe ke letlhoko la ditiro a tlhalosa fa bontsi ba ba amegang e le beng ba dikgwebo tsa thekiso ya nama le ba ba berekang ditiro tsa maemo a a kwa godimo. A re ba setse ba kile ba tshwara bangwe ba pegile leruo la bogodu mo dikoloing e le gore ba di fetisetsa kwa mafelong a a kgakala go di rekisa. Kgosi Kelebang a re tiragalo eo ya bogodu ga e mo jese diwelang e bile a supa fa e isa motse wa bone kwa tlase ka ba setse ba simolola go tuma ka bogodu jwa leruo. O kopile banni ba motse oo, go disa leruo la bone ka nako tsotlhe mo magodung ao ba ba tlhakaladitseng. A re ke tshwanelo ya monni mongwe le mongwe go nna lepodisi la motse go leka go kganela le go fokotsa bogodu joo. Kgosi Kelebang o ne a rotloetsa banni go loma tsebe mapodisi kgotsa di kgosi fa go na le dipelaelo tsa bogodu jwa leruo. A re gore bogodu jo bo fokotsege ke fa morafe o ka tshwaragana le go dirisana mmogo go bo lwantsha. Mo go tse dingwe tse di amang motse o, Kgosi Kelebang a re o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya nnotagi kwa motseng oo. O tlhalositse fa nnotagi ee akaretsang go nwa majalwa phethelela le go goga metsoko e e sa letlelelweng di diragadiwa ke banana mme di felele di baka botlhokatsebe jo bo sa laolesegeng. A re motse wa gagwe o tlhakaladitswe ke dipolaano tsa baratani ba bangwe ba bone ba nnang mmogo mo ntlong ntle le lenyalo le bana ba ba tlogelang sekolo ba le bannye ka ntata ya boimana. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Dikole tsa bananyana di na le mosola Thuto ya bananyana ke yone motheo wa thuto e bile e botlhokwa thata mo go sugeng le go godisa tlhaloganyo ya ngwana. Le fa go ntse jalo, go lebega bangwe ba santse ba tsaya dikole tsa bananyana lolea mme go ngomola pelo go bona metse e mengwe e sena dikole tsa go nna jalo gotlhelele. E ne ya re kgwedi eno e le lesome le borataro (Motsheganong 16), Mme Ndlovu o ne a re le ntswa ka bonya ka bonya batsadi ba lemoga botlhokwa jwa dikole tsa bananyana, fela bontsi bo santse bo goga dinao go ka isa bana ba bone kwa dikoleng tseo. O ne a gakolola batsadi kgatlhanong le go tsaya dikole tseo lolea, a re ba tshwanetse go netefatsa gore ba leka bojotlhe go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana pele ga ba simolola kwa dikoleng tse di potlana. Mme Ndlovu o kgadile batsadi ba ba isang bana kwa dikoleng tsa bananyana ka mabaka a gore ba bone tlhokomelo teng, a re maikaelelo a magolo ke gore bana ba bone thuto. A re dikole tsa bananyana di thusa gore bana ba tlwaele mahulo ba seka ba tshoga fa ba goroga kwa dikoleng tse dipotlana. O supile fa e bile bana ba sekole sa gagwe ba na le ditiro dingwe tse ba di kopanelang le ba sekole se sebotlana, e le ka maikaelelo a go ba tlwaetsa tikologo ya koo. Mme Ndlovu, yo o tlholegang kwa Butale, o boletse fa maitemogelo a gagwe a go nna morutabana wa pele wa dikole tse dipotlana e le one a mo gwetlhileng go innakanya le kgwebo ya sekole sa bananyana. O kaile fa a ne a lemogile gore bana ba ba fetang ka dikole tseo, go nna motlhofo gore ba wele fa barutabana ba eletsang teng fa ba simolola lekwalo la ntlha. Mme Ndlovu a re mo go tlogeleng tiro ga gagwe ka bogodi ka 2002, o ne a seka a gadima kwa morago, ka jalo a kopa teseletso kwa khanseleng go bula sekole sa bananyana kwa Senyawe. Fa a akgela mababi le ntlha ya gore o ka tswa a beile motse wa gagwe wa Butale ka fa mosing ka go tlhoka go bula sekole seo koo, Mme Ndlovu o boletse fa a ne a dira ditshekatsheko mme a bona fa palo ya banni ba Senyawe e ka thusa kgwebo ya gagwe go tswelelela e itsetsepetse. A re e re ka jaana Senyawe le Butale e le nko le molomo o ne a tsaya tshwetso ya go theogela a tswa Butale, ka jalo a phakela a tla le bana bangwe ba motse oo, ba batsadi ba bone ba nang le keletso ya gore ba tsene sekole seo. Le fa go ntse jalo, o ne a supa tlhobaelo ya go bo go simolodisiwa ga tonto tshipidi mo dikoleng tse dipotlana go bakile gore dikgwebo tsa motlhale oo di tlhotse, ka batsadi bangwe ba itlhokomolosa dikole tseo, ba laletse go isa bana ba bone kwa go tsa puso. Mme Ndlovu a re puso e ka bo e sa simolodisa thulaganyo eo kwa metseng e go nang le dikole tsa bananyana teng gore tse di tsamaisiwang ke beng di kgone go tswelela di itsetsepetse. Sekole seo sa Pretty Angels Day Care Centre, se sale se nnile teng kwa Senyawe ka 2002 mme mo nakong eno se na le bana ba le lesome le boferabobedi le badiri ba le bane. Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose o iteetse legofi go nna teng ga sekole seo le ka fa se tsweletseng ka teng. O tlhalositse fa bana bangwe ba ba alogileng mo go sone ba setse ba alogile kwa dikoleng tse di kgolwane. education 4 Bagwebi ba tla a bula madirelo ka letsatsi la ditlhopho Bagwebi ba Mahalapye ba tlhalositse fa ba tla a bo ba tsweletse le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi ka nako ya ditlhopho. Bagolwane: Rre Joseph Junkie wa Spar, Rre Molatedi Kgotla wa Choppies, Rre Monkagedi Khunong wa Eureka le Rre Thatayaone Nkwe wa Sefalana gammogo le Rre Kebotsemang Mabifhi wa Furn Mart ba boletse mo potsolotsong gore le fa madirelo a bone a tlaabo a butswe ka letsatsi la ditlhopho, gone ba tla letlelela babereki go ya go tlhopha ka letsatsi leo. Ba re ere ka letsatsi leo le tla gangwe morago ga ngwaga tse tlhano e bile ele tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go tlhopha, ke sone se ba tsereng tshwetso ya go letlelela badiri ba bone goya go tlhopha ka nako ya dijo tsa motshegare fa bangwe ba tla tlhopha ka go fapaana gore ba seka ba kgoreletsa tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi. Le fa bagolwane bao ba dumelane tshwetso ya go letlelela babereki go ya go tlhopha, bangwe ba bone ba dumelane gape go duelela badiri ba madirelo a bone madi a go bereka ka letsatsi la boitapoloso fa bangwe ba le sebete se molangwana ka jaana ba re gona le malatsi mangwe a boitapoloso a duelelwang le asa duelelweng. Mabapi le malatsi a boitapoloso asa duelelweng gammogo le a duelelwang mogolwane wa lephata la tsa pereko le selegae, mme a direla kwa Gaborone, Rre Sylvester Komoki, o tlhalositse fa malatsi ale boferabobedi a boitapoloso ele one a duelelwang fa ale matlhano asa duelelwe. Rre Komoki o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA gore malatsi a boitapoloso a duelelwang a akaretsa la boipuso, botsalo jwa Morena, ngwaga o mosa, letsatsi la babereki le letsatsi la ga tautona, fa malatsi asa duelelweng ale matlhano fela. Bangwe ba bagwebi ba ba neng ba botsolotswa ke ba lekalana la dikgang la BOPA ke ba letso la sechaena ba ba neng ba sa tlhomamise ka botlalo gore ba tla neela badiri ba bone sebaka sa goya go tlhopha ka jaana ba ise ba neelwe ditaelo ke bagolwane ba bone. Fa dikgang di eme jalo mogolwane wa ofisi ya lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho mo Mahalapye Bophirima Rre Peter Mahlakata, o bolela fa babereki ba mmuso ba ba tlaabong ba theogetse ka letsatsi la ditlhopho ba tla neelwa tshwanelo ya go tlhopha kgwedi eno ele lesome le boferabobedi, fa setshaba sone se tla tlhopha ka Labotlhano wa beke e latelang, kgwedi eno ele masome a mabedi le bone.Bokhutlo politics 7 Tshingwana ya ba-na-le bogole e ntsha maduo Modulasetilo wa komiti ya ba-na-le bogole mo Mogobane, Rre Ben Letshwiti o supile fa temo ya merogo mo tshingwaneng ya ba-na-le bogole kwa motseng oo e ntsha maduo. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Letshwiti o kaile fa temo ya merogo mo tshingwaneng e, e tswela ba-na-le bogole mosola ka jaana e ba fa lesedi ka tlhokomelo le thekiso ya merogo. Rre Letshwiti a re pereko ya ba-na-le bogole mo tshingwaneng e, e tsisa pharologanyo mo matshelong a bone ka gore ga ba sa tlhole ba kaila mo mekgwatheng go sena se ba se dirang e bile e ba fa seriti gammogo le dikitso. Modulasetilo o kaile fa ba setse ba thapile ba-na-le bogole ba supa go bereka mo tshingwaneng e ka lenaneo la Tirelo Setshaba. Modulasetilo o kaile fa mokgatlho o o itebagantse le ba-na-le bogole ka go farologana, mme ka ntlha ya go tlhoka sepalamo se se ba tsayang kwa malapeng le go ba busa, ba banngwe ba felela ba tlogela ka lebaka la bokgakala. “Re eletsa go ka bo go na le koloi e e ba phakedisang go tswa kwa malapeng ka gore motse wa rona o phatlaletse thata mo go felelang go itsapisa ba ba kwa mafelong a tshwana le Borotsi kana Mojadife go tla kwano,” a tshwaela. Go ya ka Rre Letshwiti, temo le thekiso ya bone ya ntlha ya ditamati e tsamaile sentle ka ba ne ba bona dipoelo tse di nametsang, mme mo bogompienong ba setse ba rekisa spinach. Modulasetilo a re dikgwedi tse pedi tse di fetileng tshingwana e ne ya angwa ke seboko se se neng se eja dijalo, mo go neng ga pateletsa gore ba lemolole merogo e ba neng ba e lemile. O tlhalositse fa e ne e le la ntlha ba kopana le tiragalo ya go nna jalo, mme go ne ga seka ga ba kgoba marapo, le fa go ne ga ba busetsa morago. Rre Letshwiti a re keletso ke gore ba-na-le bogole botlhe mo motseng ba tsee karolo le go atolosa tshingwana ka go rua dikoko le ditlhapi. A re keletso e e ka diragala fela fa setshaba se ka simolola go tsaya tsia maiteko a ba-na-le bogole go thusa puso. Modulasetilo o tlhalositse fa ba santse ba tlhoka thotloetso e e tseneletseng mo setshabeng ka jaana ba santse ba tlhaelelwa ke didirisiwa di le mmalwa go ka tsamaisa ditiro tsa malatsi otlhe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thuto go tswa kwa moding e botlhokwa Go tsamaisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase tonto tshipidi ka go ba tlwaetsa tikologo ya sekole go tlhalosiwa e le selo se se botlhokwa thata go neela bana motheo wa thuto. Komiti ya ditlhabololo kwa motseng wa Mahalapye ya DIMAWE e e akaretsang dikgotlana tsa Dilaene 1 le Mahalapye West e bonye go le botlhokwa go nna le seabe mo thutong ka go simolodisa sekole sa bokgwamashi. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti, Rre Tebogo Baatshwana a re sekole seo sa leina la Mompati se simolodisitswe ka 2012 ka baithuti ba le lesome le botlhano. A re sekole sa Mompati se itiretse leina ka go alosa baithuti ba ba nang le boleng, ka jalo ba tsweletse ka go amogela dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti ba tonto tshipidi. Rre Baatshwana o supile gore lenaneo la bone la go tsamaisa bana tonto tshipidi ka maikaelelo a go ba suga ditlhaloganyo pele ba simolola mophato wa ntlha le tsweletse sentle. A re le fa go ka tswa go na le dikgwetlho ga ba na kakanyo ya go boela morago maikaelelo a bone a go baakanyetsa bana isago ba sale babotlana. A re dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba amogelwang kwa sekoleng sa bananyana sa Mompati di papamatsa fa e le ruri sekole seo se na le boleng. Le fa go ntse jalo, Rre Baatshwana o supile fa tlhaelo ya madi e le sekgoreletsi se setona mo maikaelelong a bone a go fa bana thuto. A re ba tlaa tswelela ba kokota dikgoro tsa dikompone ka go farologana le morafe ka kakaretso ba kopa dithuso ka go farologana gore ba kgone go diragatsa tiro ya bone. O supa gore thotoetso e e nametsang pelo e ba kileng ba e fiwa ke ya P25 000 a tswa kwa khanseleng gore sekole se kgone go bona ditlamelo tse di tlhokwang ke bananyana. O supa gore dikompone tse di ikemetseng jaaka banka ya Barclays ga ba ipone tsapa go thusa sekole ka dimpho tsa go leboga dialogane kwa meletlong o o tshwarwang kwa bofelong jwa ngwaga. Rre Baatshwana a re bodiredi jwa khansele ba kgona go thusa ka go dira ka diatla, a re seo ke go supa lorato le go rotloetsa tiro ya bone. Rre Baatshwana o kaile gore sekole se se tsenwa ke bana ba ba tswang mo malwapeng a a farologanyeng ka itsholelo, ka jalo a supa gore batsadi bangwe le fa ba eletsa gore bana ba bone ba ithute ba sale kwa tlase ba imelwa ke go ntsha lemmenyana le ba le lopiwang ka mabaka a a farologanyeng. Le fa go ntse jalo, Rre Baatshwana a re maikaelelo a sekole sa Mompati ke go baakanyetsa bana isago ka go ba neela se se ba tshwanetseng, ka jalo ba letlelela ngwana go ka tswelela le sekole mme motsadi a duele madi a melatsa ka thulaganyo e e faphegileng a dirile tumalano le sekole. Rre Baatshwana a re komiti ya ditlhabololo e tlaa tswelela e dira gotlhe mo e ka go kgonang gore sekole sa Mompati se ntshe maduo a a nametsang. O supa gore keletso ya bone ke go nonotsha dithuto kwa sekoleng seo ka go tsenya tsa metshameko, mo go ka godisang ditlhaloganyo tsa bana. A re go ruta bana go dirisa dibala-makgolo ka dingwaga tsa bonyana go ka nna botlhokwa thata ka gore lefatshe le tsamaisiwa ka tiriso ya didirisiwa tsa maranyane. Rre Baatshwana a re sekole sa Mompati se tsamaisiwa ke barutabana ba ba rutetsweng tiro ya go kaela bananyana tsela. O supile gore bangwe ba bone ba dira e le baithaopi. Rre Baatshwana o supa botlhokwa jwa gore morafe o eme nokeng tse di dirwang ke komiti ya VDC, a tlatsa ka go re ba thuse go lwantsha borukuthi ka gore ke sengwe sa dilo tse di busetsang sekole kwa morago. Mme Bareng Raphane wa komiti ya Mahalapye Central a re maikaelelo a komiti ya ditlhabololo tiro ya bone ga se go aga dikago fela jaaka matlo a a hirisiwang, a supa fa tlhabololo ya go bopa motho a sale mmotlana e le botlhokwa. Mme Raphane o gateletse gore sekole sa bananyana sa Mompati ke sengwe sa tse di nang le seabe se setona mo go tlhabololeng mhama wa thuto. O supile gore sekole seo ke nngwe ya ditiro tse di dirilweng ke VDC tse di nang le katlego e kgolo. A re go tsamaisa sekole sa bananyana ke thuto mo setshabeng ka kakaretso ka gore ba tlaa lemoga fa komiti ya ditlhabololo e eteletse ditiro tsotlhe tse di tlhabololang motse le go aga motho mo mabakeng otlhe a botshelo. education 4 Nnang le seabe mo go thuseng puso Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, e e neng e tshwere bokopano jwa maloko a kereke eo, kwa motseng wa Jackalas No 2 ka Matlhatso e abetse mmuso madi a a kana ka dikete tse di masome a mararo a dipula. Madi ao go kaiwa fa a tla thusa go tlamela bana ba dikhutsana mme a abilwe kwa bokopanong jo bo neng bo tsenwe ke maloko a kereke eo go tswa mo makalaneng ka go farologana a lefatshe leno ka bophara. Fa a bula semmuso bokopano joo le go amogela mpho eo, Mothusa Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre France Van Der Westhuizen o ne a re go botlhokwa gore dikereke di nne le seabe mo go thuseng puso mo maitekong a go tokafatsa matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Van De Westhuizen, yo gape eleng mopalamente wa Kgalagadi Borwa o ne a galaletsa ba kereke eo ka bopelotlhomogi jo ba bo supileng mo go bao ba ba tlhokileng lesego. A re go dira jalo ga kereke ke yone tsela e e tlhamaletseng ya go supa tumelo ga badumedi, mme a re tumelo e e senang ditiro ke moka e suleng. Mothusa Tona a re go botlhokwa gape gore dikereke di thusane le puso go lwantsha tlolo molao le sepe fela se se ka gomagometsang matshelo a batho. O tsweletse a re ka jaana maloko a kereke e le ditokololo tse di farologaneng tse di agang mmele o le mongwe, go botlhokwa gore ba tshwaragane, ba nne le lorato la sennela ruri mmogo le go sa letlelela dikgang tsa go lwela maemo. A re seo se ka thusa kereke ya bone gore e seka ya tshabelelwa ke madubadube a a atileng a go thubega le go kgaogana ga dikereke. Rre Van Der Westhuizen a re o itumedisiwa ke go bo ditso di supa fa kereke eo e sale go thaiweng ga yone mo dingwageng tse di masome a supa le botlhano tse di fetileng, e ise e tshabelelwe ke dihawa tsa go thubega. O boletse gore seo se supa fa e thailwe ka motheo wa bomme le borre ba ba sa eletseng go tshikinngwa ke sepe, mme maikaelelo e le go goga kereke go ya pele. Mothusa Tona o ne a supa fa bokopano jwa go tshwana le joo jwa kereke, bo le mosola thata ka e le gone kwa maloko a kereke a logang maano a tswelelo pele ya kereke. Mokwaledi mogolo wa kereke eo, Rre Tendani Manyiwa o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba neele puso bonnyenyane boo, e le tsela ya go tsenya letsogo mo go diragadiweng ga lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, ka go kgaogana tlhogwana ya tsie le ba ba tlhokileng lesego. Modulasetilo wa kereke eo, Moruti Limit Manewe fa a ama ditso tsa kereke ya bone, o ne a bolela fa e aname le kwa mafatsheng a tshwana le Africa Borwa, Zimbabwe, Zambia le Namibia. Le fa go ntse jalo, Moruti Manewe o ne a supa fa kereke ya bone e na le dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang bothata jwa go bona ditsha le go turelwa ga kgokelo ya ditlamelo di tshwana metsi le motlakase le tswa e sa dire dipoelo ka e thusa go fodisa batho ntle le tefiso epe. Mo go tse dingwe, moruti o ne a gwetlha puso go tsenya leitlho le go sekaseka go dirwa ga dikereke. A re go a tshwenya ka go na le dikereke dingwe tsa Batswakwa tse di runyang mo lefatsheng leno, e le ka maikaelelo a go ja Batswana ntsoma. religion_and_belief 8 Komiti ya ditlhabololo e dumelane go gweba ka ditena Ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mookane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba dumalane le mogopolo wa go dira ditena tse madi a tsone a tlaa dirisiwang go tlhabolola matlo a VDC. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Oagile Mofokeng, o boletse mo potsolotsong le BOPA gore tumalano eo, e dirilwe mo phuthegong e mo go yone komiti e neng e sekaseka ditiro tse di tlaa dirwang mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 ka madi a a abelwang dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente. A re maikaelelo a go simolola kgwebo ya go dira ditena ke tsela nngwe ya go batla madi a komiti e ka a dirisang go tlhabolola matlo a a hirisiwang ke badirelapuso ka go a tsenya motlakase le metsi gammogo le go shafatsa a magologolo. Rre Mofokeng o tlhalosa fa mengwe ya megopolo e e dumalanweng e le wa go kopa setsha mo go ba lekgotlana la kabo ditsha mo Mahalapye se ba tlaa se dirisang go agela mapodisi matlo a boroko mo go sone. Mabapi le dikgang tse dingwe, Rre Mofokeng o tlhalositse fa a itumelela go tsweledisiwa ga tiro ya go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Mookane le metse ya Dibete, Mmaphashalala, Dovedale, Makwate le Machaneng e e ntseng e emisitswe go dirwa mo lebakeng le le ka tshwarang kgwedi. A re tsela eo, e e tlaa tshelwang sekontere, e ne ya emisiwa go dirwa ka nakwana morago ga gore ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Leshibitse kwa kgaolong ya Kgatleng ba supe ngongorego ya gore ga ba a rerisiwa ka go dirwa ga tsela eo le ntswa e le bone ba neetsweng setlankana sa go dupa ditswammung mo tikologong eo. economy_business_and_finance 3 Balemi ba Bokaa ba itekile Balemi ba kgaolwana ya Setshego kwa Bokaa ba rotloeditswe go lema temo ya segompieno gore ba tle ba bone dipoelo tse di bonalang. E rile mogolwane wa balemisi ba Kgatleng, Mme Thedze Mariri a bula semmuso letsatsi la balemi ka Labotlhano, Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro kwa Setshego a tlhalosa fa balemi ba ba itlhaloganynag e bile ba ntsha maduo e le ba ba nnang kwa masimo ba tlhokomela dijalo. A re setlhogo sa letsatsi leo se se reng Ditebogo Balemi Ikitseng se maleba ka jaana se supa sentle gore maduo a balemi ba kgaolo eo ba a boneng a supa sentle gore bone ba a itlhaloganya e bile ba tlhokomela masimo. O ne kgothatsa balemi go lema ka ditselana ka go busetsa go na le go gasa ka seatla mo go bakang motlele le tshenyo ya peo e bile thobo e nna kwa tlatse. Mme Mariri a re gore molemi a bone thobo sentle o tshwanetse a nna kwa masimo go tlhokomela tshimo le go tlhagola gore dijalo di gole sentle. A re puso e ntshitse mananeo a balemi gore ba kgone go itshetsa e bile ba ka rekisa thobo go bona dipoelo. O ne a tlatsa ka go re lenaneo la ISPAAD le batla balemi ba ba tlhoafaletseng temo e bile ba itlamile go boelwa. Mme Mariri a re balemi ke bone ba jesang lefatshe leno ka thobo mme le bone ba jesa ba malwapa a bone, a supa fa go sa thswanela gore go nne le tlhaelo ya dijo mo Botswana ka puso e dirile mananeo a a lebaganeng balemi. O ne a kgothatsa balemi gore ka nako ya temo ba nne teng gore ba kgotsofalele ba bo ba bone gore a masimo a lengwa sentle. Mogolwane wa balemi a re ba amogetse dingongora tsa balemi ba re ga ba a lemelwa sentle ntswa ba ne ba se yo fa go lengwa. Mme Mariri a re balemi jaanong ba ka ikwadisetsa melemo e e bolayang mhero ka jaana lephata la gagwe le filwe moitseanape wa mehero. Modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Machailo a re kgaolo ya bone e kile ya bo e ntsha thobo e e makatsang ka batsadi ba ne ba tlhokomela masimo e bile ba leta. A re serodumo seo se ne sa wa mme jaanong ba batla go busetsa temo e e busetsang e bile ba ikaeletse go dira ka natla le go ithuta tse di tlhokegang gore ba ntshe naduo. Rre Machailo a re letsatsi la balemi le supa gore ba kgonne go bona sengwe ngwaga ono wa temo mme ba leboga Modimo ka thobo, bogolo jang ka balemi ba bone lewa la mabele. A re balemi ba le 568 ba kgonne go lema ditema di le 1 669 mme go supa sentle gore fa e ne e se diji le mhero le dikgomo, ba ka bo ba bone thobo e e gaisang. Mothusa kgosi wa Bokaa, Kgosi Mokwena Mosinyi o ne a galaletsa molemisi wa kgaolo eo Mme Vivian Seele ka tiro e ntle. A re se se supa gore balemi ba bona dithuso sentle. Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a ngongorega ka barui b aba sa tlhokomeleng leruo la bone bogolong jang dikgomo le ditonki ka e le tsone di senyetsang batho mo masimong. Kgosi Mosinyi o kopile borre go ema ka dinao go tlhokomela leruo leo ka jaana maikaelelo a ga puso a go thusa balemi a tla pal aka lebaka la go jelwa mo masimong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bogosi bolela ka bogodu jwa leruo Bogogi jwa Tewane mo kgaolwang ya Mahalapye bo boletse fa bo sa itumediswe ke bogodu jwa leruo jo bo diragalang kwa motseng oo. Fa a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Kerapetse Kalanke o thalositse fa magodu a utswa dikgomo go feta leruo le lengwe, mme ba sepodise basa kgone go ba tshwara ka gore go lebega ba dirisana le bagwebi ba marekisetso a nama. Kgosi o tlhalositse fa ntlha e engwe e e dirang go re magodu ao a seka a tshwarwa e le batho bangwe ba motse ba ba bipang mpa ka mabele ntswa ba itse bo morwaabone ba ba utswang leruo mme ba ka seke ba begele ba molao. Go sale foo Kgosi Kalanke one a kgala tiriso ya nno-tagi e gantsi e dirwang ke banana mo motseng wa Tewane. O tlhalositse fa bontsi jwa banana bo sa batle ditiro fa ba fetsa sekolo mme ba innaakanya le tiriso botlhatswa ya nno-tagi. Are ditlamorago tsa tiriso botlhatswa ya nno-tagi di akaretsa dintwa le go tlhokela bagolo mo motseng maitseo. Kgosi a re seemo seo se a gola ka gore mapodise a a mo Tewane ke bomme ka jalo ba kgone go kgalema lenyatso motlhofo jaaka mapodise a borre. Fa a bua ka mananeo a puso Kgosi Kalanke one a tlhalosa fa banni ba motse wa Tewane basa kgone go akola mananeo a o jaaka madi a banana le ditshingwana tsa merogo ka lebaka la tlhaelo ya metsi le letlhoko la motlakase mo Tewane. One gape a opela lenaneo la ipelegeng legofi are ke lone fela lenaneo la nyeletso lehuma le le ategileng mo motseng wa gagwe. Are lenaneo la ipelegeng le kgonne go aga mantlwana a boiteketso ko sekolong se se botlana sa Tewane Primary School, mo kokelwaneng ya Tewane le kgotla ya Tewane. Le fa gontse jalo Kgosi Kalanke o tlhalositse fa basa kgona go lema sentle mo Tewane ka mabaka a gore pula e boutsana monongwaga gape ditshukudu tsa temo tse di lemelang batho disa bonale mtlhofo. crime_law_and_justice 1 Monana o gatetse pele ka kgwebo ya dijo Mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) kwa Moshupa o gatetse pele ka kgwebo ya dijo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Agnes Kgotlaetsile a re o filwe madi ka 2014 go simolola kgwebo ya Kurus Investment. A re ka P100 000 yoo, o ne a reka kharabene e e apeelang, didirisiwa tsa kapei ga mmogo le koloi e e gogang kharabene. Mme Kgotlaetsile a re o tswa kgakala le kapei ka a kile a bereka mo madirelong a dijo ka go farologana, mme morago a simolola kgwebo ya kapei kwa maemelong a dipalamo kwa Thamaga. A re go simolola kgwebo eo go ne go se motlhofo, mme ka a ne a na le maitlamo, a seka a ipona tsapa, a tlhalosa fa a ne a rekisa ka keribane. Mme Kgotlaetsile a re morago ga go fiwa lenaneo, o ne a tia moko go bo e le ene mong le moeteledipele wa kgwebo eo. O tlhalositse gore se se mo file sebaka sa go ithuta go tlamela kgwebo, ga mmogo le go e tsamaisa ka fa tshwanelong. Mme Kgotlaetsile a re kgwebo e tsweletse sentle ka a setse a kgonne go ithekela setsha le go reka khombi e a e hirisang mo meletlong e tshwana le manyalo ka madi a dipoelo. O lebogetse thotloetso ya ba lephata la botsogo le boitekanelo ka e le bone ba ba hirisang koloi eo thata. Gape o lebogetse thotloetso e a e fiwang ke ba ofisi ya ga molaodi, a re ba mo fa dikgakololo ga mmogo le go lekola kgwebo ya gagwe gangwe le gape. Mme Kgotlaetsile a re o ipapatsa ka ditsela tse di farologaneng. A re kapei ke kgwebo e e mo kopanyang le batho ka go farologana, ka jalo e mo fa sebaka sa go itsalanya le batho. A re le fa go ntse jalo, kgwetlho e a kopanang le yone ke ditlhwatlha tsa merogo ka di na le go ya kwa tlase le kwa godimo. A re seo se dira gore kgwebo e seka ya bona dipoelo sentle ka e ikaegile thata ka merogo le maungo. A re kgwetlho e nngwe ke phadisanyo ka gore bagwebi ba mofuta o ba bantsi. Mme Kgotlaetsile a re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a duela sekoloto go ya ka ditumalano tsa gagwe le ofisi ya banana, a tlhalosa fa a setse a duetse P25 000. economy_business_and_finance 3 Ba kopilwe go dirisa mananeo go itlhabolola Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele o kgothaditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go diragatsa mogopolo o a neng a o kopisa kwa lefatsheng la Japan wa One Village One project, go simolola dikgwebo tse ba ka tswakanyang itsholelo ka tsone. O boletse mo phuthegong e a neng a e kopanetse le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go tsweng mo metseng ya kgaolo ya gagwe e e neng e tshwaretswe mo dikgaong tsa lekgotlana la kabo-ditsha bosheng, gore fa ba ka diragatsa mogopolo wa gagwe ka go simolola dikgwebo di tshwana le thuo ya dikgomo tsa mashi, ya dihutshane, ya dikolobe,ya dikoko tsa mae le nama gammogo le temo ya merogo le maungo, ba ka kgona go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno e ntseng e itsetsepetse ka ditswa-mmung di tshwana le diteemane. Mopalamente o kopile ba tsena phuthego eo go nna le kgatlhego mo go tsosoloseng makgotla a dikoporase le go diragatsa lenaneo le lesha la mmuso la go adima batho ba ba ikopantseng madi a go aga matlo a ka hirisediwang badirela-puso mo metseng ya magae, ele tsela nngwe ya go direla dikomiti tsa ditlhabololo mo dikgaolong madi a go tsamaisa ditiro tsa metse. Rre Makgalemele o tlanyatlanyeditse batsena phuthego eo ka kokeletso dituelo tsa babereki ba lenaneo la Ipelegeng le dikatso tsa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ka dipula dile masome a mararo. O tsweletse a lebogela ditiro tse di dirilweng mo metseng ya kgaolo ya gagwe ka lenaneo la Ipelegeng, mme a bolela fa a ka leboga go menagane fa ba ka dira ditiro dingwe ka boithaopo. Fa ba akgela baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo ba iteetse legofi mananeo a mmuso jaaka a nyeletso lehuma, la Ipelegeng le la LIMID. Ba re, le fa puso e tshwere ka thata go lwantsha lehuma, sebe sa phiri ke batho ba ba inaakantseng le go utswela ba bangwe diruiwa ka maikaelelo a go di rekisetsa beng ba dibuchara ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Balemi ba merogo bone, ba supile fa ba nale kgwetlho ya tlhaelo ya metsi e e ba kgoreletsang go lema merogo mo digotlong. Mabapi le ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo metseng ya bone, ba tlhalositse fa ba dirisitse lenaneo leo go tokafatsa seemo sa matlo a badirelapuso, go aga matlwana a boitiketso kwa mabitleng le mo dikokelwaneng, go agela badisa dikago matlo mo dikoleng tse dipotlana, go tsosolosa diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, go agelela matamo le go gokela matlo mangwe a boroko motlakase. Batsena phuthego eo ba rile, ere ntswa ba bona madi ka matlo a ba a hirisitseng, sebe sa phiri ke badirelapuso bangwe ba ba ganang go duela madi a boroko le mororo ele one a dikomiti tseo di beileng mo go one go tsweledisa ditlhabololo. Kwa Mosolotshane le Tobela ba tlhalositse fa ba dumelane le mogopolo wa go aga dikoporase, mme ba bolela fa ba santse ba emetse ba lekgotlana la kabo ditsha go ba abela lefatshe e bile ba bolela fa ba tsweletse le go aga diposo mo metseng ya bone. Kwa metseng mengwe jaaka Poloka, Mokgenene,Otse, Kodibeleng, Ikongwe le Moralane ba ngongoregile ka go tlhoka go gokelwa ga motlakase mo matlwaneng mangwe a borutelo le mo dikokelwaneng, mo ba reng go kgoreletsa baoki le barutabana go dira tiro ya bone ka tshosologo. Bokhutlo politics 7 Ngwaga o mosha o gorogile ka thitibalo Bangwaketse ba ne ba itshwere sentle go gorosa ngwaga o mosha. Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale o buile jaana mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, a tlhalosa fa go ne go se na botlhokatsebe jwa bana jwa go kgoreletsa metsamao ya dikoloi ka go kgobokanya matlapa mo ditseleng jaaka gale. Superintendent Mogale a re kwa ntle ga moo go utswilwe megala ya lotheka e le metlhano kwa maitisong a go gorosa ngwaga o mosha a Ga-maila ka Matlhatso bosigo fa dingwaga di kgaogana A re tse dingwe ditiragalo tsa maitisong ao, e ne e le go thubiwa ga dikoloi ka maikaelelo a go utswa ke dirukutlhi dingwe mme maikaelelo a bone a retela ka gore mo ditiragalong tseo tsotlhe beng ba dikoloi ba ne ba robetse mo teng ga tsone mme ba tsosiwa ke modumo wa go thujwa ga seokomokelabagwe . Superintendent Mogale a re e ntse e le bosigo jwa dingwaga di kgaogana, rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro o ne a tlhajwa ka thipa ke basimane bangwe ba le bane kwa marekisetsong a bojalwa a Motswedi. A re rre yoo, o ne a tswetse fa ntle mme a tlhaselwa jalo mo fifing. O tlhalositse fa rre yoo a sidilega kwa kokelong ya Sabata mo Kanye. Le fa go ntse jalo ga go a tshwarwa ope mabapi le tiragalo e fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. Mo go tse dingwe ditiragalo mookamela mapodisi a re e rile ka Tshipi kgwedi eno e rogwa ka nako ya boraro maphakela mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla yoora Sebego mo Kanye a thubediwa ke rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano le ene e le wa kgotla yoora Sebego. O tllhalositse fa tiragalo eo e diragetse fa batho bao ba ne ba tswa maitisong kwa lefelong la go intsha bodutu la The Ark. A re mmelaelwa o tshwerwe o mo diatleng tsa mapodisi mme o ne a solofetswe go itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Kanye ka Laboraro. Kwa Moshupa gone mookamela mapodisi a koo, Superintendent Oteng Ngada a re o lebogela banni go gorosa ngwaga o mosha ka boitumelo go se na dikgang tse di maswe. Fa a tswa la gagwe, mooki yo mogolwane kwa kokelong ya Sabata mo Kanye Mme Elky Mosalakatane o tlhalositse fa go tshotswe bana ba le batlhano kwa kokelong eo fa ngwaga o mosha o rogwa, basimane ba le bane le mosetsana a le mongwefela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Dikgosi di kopa morero ka tlhokomelo ya mabitla Dikgosi tsa kgaolo ya Kgatleng di kopile khansele ya kgaolo eo gore e dire morero o o lolameng ka tsamaiso le molao o mosha wa tlhokomelo ya mabitla. Dikgosi di supile se mo phuthegong e mo go yone Kgosi Segale Linchwe a neng a biditse khansele go tla go tlhalosa ka dikgang e e amang molao o mosha wa tlhokomelo ya mabitla. Phuthego e ne e akaretsa dikgosana, khansele le botlhe ba ba amegang gore go bonwe tlharabololo ya kgang eo. Kgosi Segale o ne a supa fa a utlwile ka go simolodisiwa ga molao o mo lekwalong lengwe la dikgang mme a makala gore tshwetso eo e tserwe jang ba sa rerisiwa. A re se a se gakologelwang ke gore go ne ga simolodisiwa dipuisanyo ka kgang eo mme khansele ga e ise e ko e boele gape kwa go bone gore tshwetso e e tsewang e bo e sekasekilwe pele ga e dirwa molao. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o ne a tlhalosa fa e le boammaruri molao oo o dirilwe e bile ka tshwanelo o ka bo o setse o le mo tirisong mme a re go supega sentle gore dikgosi le morafe ga ba aka ba rerisiwa sentle, ka jalo a kopa khansele gore e name e emisitse molao oo go fitlhelela botlhe ba ba amegang ba rerisiwa. O ne a tlhalosa gore e rile ka 2008, khansele ya dira melawana eo ya mabitla, ba filwe dithata ke Local Government Act go tla ka melawana e e ba thusang go tsamaisa ditiro tsa khansele. Modulasetilo a re go ya ka ditshekatsheko morafe wa Bakgatla ga wa rerisiwa sentle e bile le metse e e kwa ntle ga Mochudi ga ya lemotshiwa ka molao oo mme seo se ka tloga sa tsosa dikgotlhang mo khanseleng le Bakgatla. O ne a supa fa a biditse khuduthamaga ya gagwe ya baeteledipele ba dikomiti tsa khansele golebisana kgang eo mme ba tla bowa gape ba kopana le ba ba amegang go bona gore tsela pedi go tsewa efe. A re o dumela gore ga se gore dikgosi di gana molao oo mme fela therisano ga ya nna e e lekaneng go ka fitlhelela pheletso ya one. society 9 Lehuma le gogela banana mo thaelong Banana ba kgothaditswe go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo gore ba kgone go intsha mo lehumeng le mo nakong eno e leng kgwetlho mo go bone lefatshe ka bophara. Fa a bua kwa bokopanong jwa banana kwa Palapye bosheng, rakonteraka e e agang maemelo a dipalamo kwa motseng oo ya Modi Construction, Rre Batsetswe Masisi a re lehuma ke kgwetlho e e ka nyeletsang lefatshe fa e sa lwantshiwe ka tlhwaafalo ka le dira gore banana ba ineele mo dilong tse di borai jaaka tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le bogodu. A re le fa ba ka amiwa ke lehuma ba seka ba itlhoboga ba leke go le lwantsha bogolo jang ka gore puso e ba lekela bojotlhe go ba direla mananeo a ba ka a dirisang go tlhama ditiro le go thusa ba bangwe. O supile fa kompone ya gagwe e thusa thata mo go thapeng banana, e re morago e tlhophe ba ba dirang ka natla e ba ise dikoleng go ya go ithutela ditiro tse ba eletsang go di dira. Rre Masisi a re le ene o tlaa tsaya kgato mo go tsamaeng a gakolola boradikonteraka ba bangwe go tlhoafalela thuto ya go dirisa sekausu le gore ba di abele babereki ba bone ka dinako tsotlhe. O kopile bodiredi ja dikonteraka go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS gore ba nne ba itse seemo sa bone dinako tsotlhe. O lebogile banana ba Palapye go bo ba tsweletse le lenaneo la itshidilo mmele a supa fa le le botlhokwa thata mo botsogong jwa bone. Monana wa moithaopi, Mme Gogontlejang Phaladi o kgothaditse banana ka ene go sireletsa seriti sa bone sa bonana ka go ithuta go dirisa mafoko a a tshwanetseng fa ba bua le bagolo le go apara diaparo tse di sa fatlheng. O tsweletse a tlhalosa fa boitsholo le dilo tsa sesha gammogo le botsala di bolaya boleng jwa banana ka go ba ntsha mo tseleng. A re ba tshwanetse ba itsheka tsheka gore a ditsela tse ba di itlhophetseng tsa botshelo e tla a re isago di ba ise golo gongwe kana di ba gogela mo bosuleng. Mme Phaladi a re monana yo o tsogang a na le bokamoso jo bo tlhapileng o itshupa ka ditiro fa a sale monnye gonne gole gantsi o gola e le motho yo o ditlhong a na le tlotlo, maitseo le setho sa gagwe e le se se eletsegang mo matlhong a setshaba. O tlhaloseditse banana gore tiro ya go ithaopa e mosola thata ka gore Modimo oa go tsholetsa a go isa kwa mankalenkaleng ka gobo o dira tiro ya bopelotlhomogi. O tsweletse a supa fa seo e le tiro e e seng motlhofo fa o simolola go e dira ka gore go nna le ba ba nyatsang e bile ba kgala mme fa o dira ka lorato ga o ka ke wa kgobega marapo Mogokaganyi wa lenaneo la twantsho bolwetse ja HIV/AIDS, Rre Calliscul Jakalas o tlhalositse fa dipalo tsa mogare di ya kwa tlase le kwa godimo mo mafelong ka go farologana ka jalo go supa gore maikaelelo a puso a gore ka 2016 lefatshe leno le bo le itekanetse a tlaa folotsa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Magodu a tlhorontsha barui Barui ba Sesung mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lela ka bogodu jo bo ileng magoletsa. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e go neng go tlhophiwa komiti ya barui. Mongwe wa barui ba moraka o o gaufi le Sesung, Rre Koketso Tshaila o kaile fa seemo sa bogodu jwa loruo se ile godimo kwa Sesung le Metsibotlhoko. O supile fa magodu ao a utswa dipitse le dikgomo ka mmetela. O ne a supa fa bangwe ba magodu ao ba tlhaba dikgomo bosigo mme ba tsoge ba fitlhela meswang. Kgosi Tumiso Tsietso o kopile morafe go seka ba loba borukutlhi. O ne a gakolola banni go loma mapodise tsebe ka batho ba ba utswang loruo ka e le yone tsela ya go fokotsa borukutlhi.Kgosi Tumiso o ne a kgothatsa barui go dirisa thulaganyo ya ntebela ke go lebele. O ne gape a kopa mapodise go tsibogela dikgang tsa bogodu jwa loruo ka bonako. Ramapodise wa Takatokwane, Superintendent Ocean Maranyane o ne a kopa batsena phuthego go ema komiti eo nokeng. O ne gape a ba gakolola fa go se na koloi e e letlelelwang go pega diruiwa bosigo. O ne a supa fa motsamao wa loruo o tshwanetse go nna go tswa ka nako ya borataro mo mosong go fitlha ya borataro mo maitseboeng. O ne a tlhalosetsa banni fa tlhaelo ya didirisiwa di akaretsa dikoloi e dira gore ba seka ba tsibogela dilo dingwe ka nako. Mokwaledi wa komiti, Rre Patrick Manopole o kopile gore ba engwe nokeng ka ba ka seke ba kgona ba le nosi.O ne gape a supa fa bontsi jwa batho ba ba utswang loruo e le banana ba ba sa tlholeng ba tsena dikole. crime_law_and_justice 1 Ba Danega ba mo lenyoreng Modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo tsa motsana wa Danega kwa mo kgaolong ya Nhabe, Rre Saulo Sauqho o ngongoregetse letlhoko la metsi mo motsaneng wa bone. E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng modulasetilo a tlhalosa fa letlhoko la metsi le le apreng motsana oo, le pateleditse bontsi jwa batho go iphalotsa ka go fuduga mo motsaneng oo go latela metsi kwa metseng e mengwe jaaka Gumare le Nokaneng. Rre Sauqho a re ba sa le ba ikuetse kwa go mokhanselara wa bone, Rre Latlhang Molonda ka bothata joo mme a ba solofetsa go baakanya seemo mme nako kgolo ke eno. A re mo nakong eno ba lesego ka gore ba sa ntse ba nwa metsi mo nokeng le a megobe ntswa a sa siamela botsogo jwa bone. “Ka dinako tsa komelelo matshelo a rona a gomagomediwa ke go tsena mo diphatsheng ka jaana batho le diphologolo di tshwana le ditlou re lwela metsi mo molapong, selo se se ka tsenyang matshelo a rona mo diphatseng nako nngwe le nngwe,” o tlhalositse jalo. A re seemo sa letlhoko la metsi mo motsaneng wa bone se a tshwenya ka se fetotse motsana wa bone go nna letlotla morago ga gore batho ba tshabe lenyora. A re mo dingwageng tse di fetileng motsana wa bone o ne o na le palo ya batho ba feta makgolo a matlhano mme jaanong go setse palonyana fela ya 198 go ya ka palo batho e e sa tswang go feta. Rre Sauqho o bile a ngongorega ka diphologolo tsa naga tse di ba senyetsang dijwalo kwa masimong di akaretsa ditlou, dikubu, bonoko fa kwa letlhakoreng le lengwe ditau le tsone di ba jela leruo. O boletse fa ntlha eo e tshwenya ka gore diphologolo tseo di tswa mo terateng e e agilweng go kgaoganya leruo le diphologolo mme di tlolele ntlheng ya leruo ka kwa mafudisong. O kopile puso go baakanya terata eo ka e sule, go itsa go kopana ga leruo le diphologolo tsa naga mo go ka felelang go baka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo. Rre Sauqho o ngongoregetse baoki ka go tlhoka go etela motsana wa bone go ba neela kalafi, a re ka ntata ya go tlhoka go ba etela ba patelesega go latela bongaka kgakala. Modulasetilo o ile gape a kopa khansele potlana ya Okavango go oketsa palo ya badiri mo lenaneong la Ipelegeng go tswa mo go masome a mabedi le bobedi go ya kwa go masome a mane gore bontsi bo kgone go inamola mo lehumeng ka ba ikaegile ka lone e bile go sena ditiro mo motsaneng wa bone. Mabapi le lenaneo la Nyeletso lehuma, a bolela fa ba le utlwalela fela mo diromamoweng le ise le goroge mo motsaneng wa bone, a bo a kopa ba ba tshwanetseng go tsamaisetsa lenaneo leo kwa motsaneng wa bone gore ba tlogele go ikaega fela ka la Ipelegeng. O kopile gape gore puso e ba agele leobo la kgotla ka jaana kgosi a sa kgone go dira tiro ya gagwe sentle bogolo jang ka nako tsa dipula le gore go teratelelwe diofisi tsa VDC go emisa tshenyo e e bakiwang ke leruo. Motsana wa Danega, go ya ka modulasetilo, o sale o nnile teng go tloga ka ngwaga tsa bo 1930. Bokhutlo politics 7 Kgosi o tshwenngwa ka ikgatholoso tikologo Ngwaga wa 2018 o kaiwa o tlaa nna ngwaga o o tlaa imololang ba le bantsi letlhoko, ka ntlha ya dipula tse di matsorotsoro tse di dikileng di nele. Motse wa Goshwe o ne wa iphitlhela o neilwe ditshegofatso tsa tlholego, ka seboko sa phane se se neng sa ngoka ba le bantsi go tswa mafelong a tshwana le dikgaolo tsa Tswapong le a mangwe ka go farologana ba tla go bapala phane. Phane ka tlholego e nna mo setlhareng sa Mophane, se dikile se kuetswe ka se ne se le se ntsi go na le dingwaga tse di fa moragonyana. Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Bazibisi Modise wa Goshwe, o ne a re ka fa phane e ratileng motse wa Goshwe ka teng mono ngwaga go a itumedisa. O ne a re mme dintlenyane tsa phane e ntsintsi di goroga ka dibelebejane. Kgosi a re go tshwarwa ga phane go ngokile merafe go tswa khutlong tse nne tsa Botswana. A re seo se sentle ka Botswana e le lefatshe le le tlotlileng bojammogo le lorato. Kgosi o ne a re le ntswa ba ba tsileng go bapala phane ba na le tetla, seo ga se a ba thibela go ikgatholosa tlhokomelo ya tikologo. O ne a ntsha ngongorego ka go re matshwititshwi a a mo motseng, a lebala gore jaanong yone tikologo e ba sa e tlhokomeleng ke yone e kamoso e tsogang e ba belege gape ka tsa tlholego. Kgosi a re o buisiwa se ke gore gone kwa mafelong a go bapalwang Phane kwa go one kgotsa kwa batho ba thibeletseng teng, ke gone kwa banni ba motse ba tlhokomelelang leruo la bone teng. A re le fa batho ba tshologetse go tla go bapala phane, bangwe ba tla ba sena tsone ditsompelo tse di ka ba tshetsang ka nakwana le go bipa tse tse di ka ba tlontlololang. A re letlhoko la dingwe di tshwana le matlwana a boitiketso di patika gore jaanong batho ba ithomele mo lefelong lone leo. O ne a tlatsa ka go re bangwe ba tsile le masea a jaanong mo pakeng ya gompieno ba sa dirising metseto ya bogologlo ba dirisa e e latlhwang. Kgosi a re jaanong seo se baya leruo ka fa mosing ka jaanong tikologo e kgotlelesega ka go latlhelwa matlakala gongwe le gongwe. Go sale foo, kgosi a re go kgotlelesega ga tikologo ga se gone fela mo go mo tlhorisang boroko. A re fa batho ba kgobokaneng teng ga se ka nako tsotlhe mo ba tlaa iphitlhelang ba dumalana ka sengwe le sengwe. Kgosi a re go makgetho a le mmalwa jaanong dipego tse di sa jeseng di welang jaaka tsa gore bangwe ba a lwa, mme dikgang tse di rothegela mo lekgotleng. A re bangwe ba tsaya ditshwetso tsa go kgaola ditlhare fa ba ka itemogela gore setlhare se na le phane e ntsi mme seo se ame palo ya ditlhare ka jaanong e fokotsega. A re mme gape ba bapala phane e sa ntse e le nnye. A re go ne go ka nna gontle fa batho ba ne ba tlogela e nngwe gore e sale e dira peo e e tlaa bapalwang fa ngwaga o ya fifing. O ne a gakolola gore tikologo ke yone pelo ya botshelo ka e thusa ka dilo di le dintsi jaaka tsa temo, go fudisa le go beela dingwe tsa ditso. BOKHUTLO society 9 Lenyora le kokonela matimela Mogolwane mo ofising ya matimela kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Lerang Phala, a re letlhoko la metsi kwa lesakeng la matimela la Khekhenye le kokonela dikgomo tse tlhatlhetsweng koo. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Phala a tlhalosa fa letlhoko la metsi le dira gape gore dikgomo di timele kgotsa di folotse. A re le simolotse fela morago ga go fudusiwa ga ditirelo tsa metsi go tswa mo khanseleng go ya kwa koporaseng ya metsi ya Water Utilities. A re letlhoko le la metsi jaanong le bakela khansele ditshenyegelo ka ba patelesega go gela leruo metsi kwa Letlhakeng. Rre Phala o kopile barui bogolo jang ba dikgaolo tse di dikologileng Khekhenye go tsamaela kwa masakeng ao go batla dikgomo tsa bone. O kaile fa sebe sa phiri e le fa teraka e ba e dirisang e ka senyega ka dikgomo di kgona go fetsa beke di sena metsi, o kaile fa lesaka la Khekhenye le na le dikgomo di ka tshwara makgolo a mabedi se se dira gore phulo e nne kwa tlase ka di gotlha tikologo e di nnang mo go yone. A re maikaelelo a bone e le lephata ke go epela dikgomo tseo sediba kwa di tlaa nwang teng, mme a re sebe sa phiri ke gore ga ba na madi. Rre Phala o ledile gape ka sebaka sa dikgwedi tse thataro tse ba tshwanentseng go tshegetsa dikgomo pele ga ba ka di rekisa, a re se babalela puso. Rre Phala o kopile kemo nokeng mo go botlhe ba meraka e e mabapi le lesaka la Khekhenye go nama ba ba inetse diatla metsing ka ba santse ba lwantsha seemo se. O ba kopile gape go tswelela ba ntse ba bega dikgomo tse ba sa di itseng kwa merakeng ya bone. society 9 Ba laetswe go nna majato Mothusa tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Patrick Masimolole, o laetse badiri ba lephata la thuto kwa kgaolong ya Mogoditshane/Thamaga go fefogela go sekaseka seemo sa matshwenyego a a umakegang kwa dikoleng tsa Tau-Manthe le Gasiko kwa Mmopane le Gabane kwa kgaolong ya Kweneng. E rile a tsibogela matshwenyego a banni ba metse eo mo diphuthegong tsa kgotla, Rre Masimolole a kopa bodiredi go thusa go batla tharabololo ya magatwe a umakegang kwa dikoleng tseo, le go bona ka fa go ka thusiwang ka teng fa go kgonega. Kwa Mmopane banni ba ngongoregela kwelotlase ya boleng jwa thuto kwa sekoleng sa Tau-Manthe, mo ba reng go bakwa ke tlhaelo e e kwa godimo ya ditlamelo le go onala ga dikago tsa borutelo le mosuke mo matlwaneng a borutelo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmopane, Rre Phagenyana Phage o iteetse kobo moroko mafoko a banni ka go supa fa seemo kwa sekoleng sa Tau-Manthe seo se sa siamela thuto. Batho ba Mmopane gape ba lela ka go latlhelwa ga matlakala mo tikologong ya bone, ke batho bangwe ba dirisa dinomoro tsa dikoloi tse e seng tsa nnete, go hema go latedisiwa.Ba Gabane bone ba ngongoregela tirisano e bokoa ya botsamaisi jwa sekole se sebotlana sa Gasiko le botsadi, mo ba reng go feletse go amileng thata seemo sa thuto kwa sekoleng seo.Ba tlhalosa fa bogogi jwa sekole bo ikgatholositse moono wa go tshwaraganela thuto ga batsadi le barutabana ka jaana sekole se dira ka nosi le tsone diphuthego tsa batsadi le barutabana di sa tlhole di kopana. Mo go tse dingwe, mothusa tona o latotse fa mmuso o se na maikaelelo a go fetola thulaganyo ya nako eno ya go duela baithuti ba dikole tse dikgolwane madi a itshetso ka malatsi a boitapoloso.Rre Masimolole a re go tlaa bo go sa supe boikarabelo gore e re dikole di tswetse, lephata le bo le tsweletse ka go duelela baithuti madi a itshetso.Mothusa tona o tsweletse ka go lekodisa batsadi ka matshwenyego a a farafereng matsamiso ya thuto ka ntlha ya go sa tseeng thuto ka tlhwaafalo ga baithuti le batsadi ba ba roletseng thuto ya bana mo pusong. O ngongoregetse le go gakala ga tiriso ya ditagi ga baithuti mo dikoleng. Mme Pono Keobeile a re thekiso ya ditagi di tshwana motokwane e kwa godimo thata kwa motseng wa Mmopane, a bo a dira boikuelo go re ba ba tshwereng boikarabelo ba tsibogele seemo. Le fa go ntse jalo mogolwane wa thuto kwa kgaolwaneng ya Mogoditshane/Thamaga, Mme Lesego Masitara, o solofeditse fa thulaganyo e tsweletse go leka go tlhotlhomisa bothata jo bo teng kwa sekoleng sa Gasiko a solofetsa fa tiro eo e tlaa fefogelwa. Mme Masitara o bile a solofetsa go kopana le khansele potlana ya kgaolwana ya Mogoditshane/Thamaga ka ngongorego ya batsadi ya go sa thusiweng go ya dikoleng ga baithuti ba ba-na-le-bogole ka motseng oo. Mme Gopolang Selaledi o ne a supile ka monwana khansele potlana ya Mogoditshane/Thamaga gore e sa tsee ka tlhwaafalo dithuto tsa ba-na-le-bogole, a tlhalosa fa go se na thulaganyo e e lolameng ya go isa bana bao kwa dikoleng mme ba se ke ba lekodisiwe sepe. BOKHUTLO education 4 Mananeo a ka nowa moro Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, o gakolotse banni ba Mulambakwena go seka ba ipona tsapa go dirisa mananeo a a diretsweng go tlhabolola matshelo a bone. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Mme Mpetsane yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, o ne a gwetlha banni go dirisa mananeo jaaka nyeletso lehuma, LIMID, SHHA le a banana. Modulasetilo Mpetsane a re go a tshwenya ka jaana dipalo di supa fa banana ba sa ntse ba le maoto a tshupa go dirisa mananeo go itirela dikgwebo. A re mo boemong jwa moo, banana ba setse ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng, le a tlhalositseng e le la nakwana, ka jalo ba sa tshwanela go ikaega thata ka lone. A re go bo banni ba ne ba kaya fa mananeo mangwe a le bonya go goroga kwa go bone, fela ba nne pelotelele go felela ba nole mananeo ao moro. Fa a itebaganya le lenaneo la SHHA, Mme Mpetsane o ne a ba kopa go le tsaya tsia go leka go tokafatsa bonno jwa bone ka jaana bonno e le selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho. O tsweletse a itsise banni fa mo ngwageng ono wa madi, go sena ditiro dipe tse di sha tsa ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng ka go sa nste go na le bothata jwa thaelo ya madi, a re go tlaa itebaganngwa fela le ditiro tsa go kgaola tlhaga le ditlhare, go phepafatsa le go baakanya dikago tse di tlhokanang le go baakanngwa. Go ntse go le foo, Mme Mpetsane o boleletse banni ba Mulambakwena fa tsela e ba tswang kgakala ba lela ka yone ya Tshesebe/Mulambakwena, e tlaa dirwa ka lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa ke puso la go tsosolosa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP). Fa ba tswa la bone, banni ba Mulambakwena ba ne ba supa matshwenyego a le mmalwa a dingwe tse di ba amang mo motseng wa bone jaaka tlhaelo ya metsi, go sa atolosiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa motse, tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le tse dingwe. Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rodgers Madzambi o ne a kopa gore ofisi ya kgotla ya bone e atolosiwe ka jaana e le nnyenyane, ka jalo badiredi ba ba direlang mo diofiosing tseo, ba bereka ba pitlagane e bile ba sa kgone le gone go boloka sephiri sa ditirelo tsa bone ka go farologana. Rre Madzambi o kaile gape fa mananeo a puso a le bonya go goroga kwa go bone, a tlhalosa fa go na le baikopedi ba ba sa bolong go dira dikopo, mme nako kgolo ke eno ba ise ba thusiwe. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Sam Jorowe wa Mulambakwena a gwetlha morafe wa gagwe go tlhokomela leruo la bone, go itsa gore le lale le saila mo nageng mme phelelong le senyetse bao ba ba beileng ditema kwa masimong a bone. Bokhutlo society 9 Boipelego bo tsweledisitse lefatshe la Botswana Tona wa dikago, matlo le boranyane, Rre Nonofo Molefhi a re ka ntlha ya boipelego le therisanyo lefatshe la Botswana le kgonne go tswelela pele mo ditirong tsa ditlhabololo. Rre Molefhi yo e bileng e le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, o buile mafoko a fa a ne a abela Mme Gabotoswe Tlase wa kgotla ya Moineedi kwa Taupye ntlo ya dikamore tse nne e e agilweng ka P78 000 ke badiri ba lephata la gagwe mo Mahalapye. A re pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, Batswana ba ne ba dira ditlhabololo di tshwana le dikole, dikokelwana le ditsela ka boipelego ba eteletswe pele ke dikgosi tse ka dipaka tsa mauba di neng di thusa merafe ya tsone ka dijo tse di neng di tswa mo masotleng. A re tiro e e dirilweng ke badiri ba lephata la dikago, matlo le boranyane mo Mahalapye ke bontlha bongwe jwa go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane ka bonno le go diragatsa maikaelelo a toro ya lefatshe la Botswana ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka matshelo a batho. Rre Molefhi o bile a kopa Batswana go boela mo mokgweng wa dipaka tse di fetileng wa go thusa bangwe ka bone ka dikgomo tsa mafisa le thobo ya ditshane go lwantsha leshekere. Rre Duncan Steady, yo e leng modiri wa lephata la dikago mo Mahalapye, o tlhalositse fa ba kgonne go fetsa ntlo eo ka dithuso tse di neng di tswa mo badiring ba lephata, mo bagwebing le batho ka bongwe ka bongwe. A re e re ka ba ne ba lebanwe ke letlhoko la madi, ba ne ba tswa ka mogopolo wa go laletsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa lephata la dikago, matlo le boranyane kwa Masunga, Franstown, Tonota, Serowe, Palapye, Mochudi le Mabutsane motshameko o mo go one setlhopha sengwe le sengwe se neng se tshwanelwa ke go ntsha P500 go oketsa madi a go feleletsa ntlo eo. E rile Mme Tlase wa dingwaga tse di masome matlhano le boferabobedi a tswa la gagwe, a akgolela badiri ba lephata la dikago go mo agela ntlo, go mo tsenyetsa metsi le go agelela lelwapa. O bile a bolela fa jaanong botlhoki jwa gagwe jwa go tlhoka boroko e tlaa nna mainane mo go ene. Mme Tlase yo bana ba gagwe ba ferang bobedi, o boleletse BOPA mo potsolotsong gore pele ga a thusiwa ka ntlo eo, o ne a tshela ka go kopa boroko mo baagisanying le go nna kwa matlotleng a batsadi kwa merakeng ya Tidi. BOKHUTLO society 9 Kgangyame o itshetsa ka matlalo Rre Tiroyaone Kgangyame a re tiro ya diatla e ka thusa go somarela ngwao, go tlhama ditiro le go tswakanya itsholelo. Rre Kgangyame, yo e leng mo-na-le-bogole o rotloeditse ba-na-le-bogole ba bangwe ba ba nang le boitseanape le bokgoni go ema ka dinao go itshetsa ka tiro ya diatla. Fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Kgangyame o tlhalositse fa kgwebo ya go roka ditlhako, dibeke, dikgwama le mabante ka matlalo, e le tsela ya go somarela ngwao e bile e na le dipoelo tse di nametsang. Rre Kgangyame a re puso e ne ya mo ema nokeng thata ka thuso ya bongaka go alafa bolwetse jwa kankere jo bo bakileng go kgaolwa ga leoto la gagwe la moja ka ngwaga wa 2004. Rre Kgangyame, yo e leng mookamedi wa kgwebo ya Tanki-Thuso, o roletse puso hutshe ka maitlamo a go tswelela e mo isa sekoleng kwa Thuso Rehabilitation Centre, kwa Maun kwa a neng a ithuta tsa kgwebo ya matlalo le temo-thuo ka ngwaga wa 2008 go fitlhela 2010. A re o ne a rutwa gape go tlhama le go tsamaisa kgwebo kwa Thuso Rehabilitation Centre. Ka jalo o ne a bitsa kgwebo ya gagwe Tanki-Thuso a tlhalosa fa puso e ne ya mo fa madi ka lenaneo la nyeletso lehuma mme a simolola kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2010. A re mo dingwageng tse thataro a ntse a le mo kgwebong, o kgonne go ikagela ntlo ya bonno le go reka didirisiwa tsa lelwapa mme o tshela botshelo jo bo siameng e bile bo na le seriti. Rre Kgangyame a re o godisa kgwebo ya gagwe ka go bontsha batho tse a di dirileng jaaka dikgwama, mabante, dibeke le ditlhako a tlatsa ka gore re a roka re bo re baakanya ditlhako tsa matlalo mme o direla ba manyalo thata le mongwe le mongwe fela. A re o dirisa matlalo a ditshephe le dikgomo, a a rekwa ka fa molaong mme o kgadile a sa kgwe mathe bogodu jwa diphologolo. Le mororo go ntse jalo, Rre Kgangyame a re kiteisanyo borathana e gagametse mme ene o thusiwa ke gore, tiro ya gagwe e a ipuelela ka bontle le boleng jwa yone a tlhalosa fa a godisa kgwebo ya gagwe ka go bolelela batho le go tsena dikgaisano le ditshupo. society 9 Therisanyo le ba-na-le seabe e botlhokwa Mogolwane kwa lephateng la tiragatso molao kwa khansele potlana ya Tutume, Rre Bernard Bolotsang a re ga go na melawana epe ya khansele e e dirilweng go sena therisanyo le batho ntle le gore batho bangwe ga ba tsene diphuthego le go bala dipampiri tsa dikgang. Rre Bolotsang o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Tutume bosheng. A re molao wa go laola metsamao ya leruo le le gobeang mo motseng le sena tlhokomelo (Livestock Control Act) o diragaditswe bogologolo ka 1970, mme ka nako eo o ne o lebagane le Serowe fela. Rre Bolotsang a re ka 2006 o ne wa akaretsa dikgaolo-potlana tsotlhe tsa legare go balelwa le Tutume, mme ka nako eo ga laelwa gore go batlwe mafelo a go tlaa agwang masaka a go tlaa tlhatlhelwang leruo le le sasankegang mo motseng le sena tlhokomelo. O supa fa tlhaelo ya madi e ne ya dia tiro ya go aga masaka ao, mme madi a go simolodisa tiro eo a setse a le teng e bile le tiro e simologile e go solofetsweng e tlaa wediwa ka Sedimonthole, fa tiro ya go phutha leruo e tlaa simolola ka Hirikgong ngwaga o o tlang. A re maikaelelo a bokopano joo e ne e le go ba tsibosa gore banne podi matseba ba iphuthe metlhala nako e santse e le teng. O boletse gore fa leruo le tshwerwe le duelelwa P500, go nne le P20 yo o lopiwang tlhogo ya podi ka letsatsi fa e tlhatlhetswe kwa lesakeng leo, P30 fa e le leruo le tshwana le kgomo kana tonki fa koko yone motho a tla duela P10 ka letsatsi. Rre Bolotsang a re leruo leo le tlaa tshegediwa mo malatsing a supa fela, morago le tlaa isiwa kwa masakeng a matimela a a gaufi. O ne gape a bolelela phuthego ka molao wa dintsa (Dog’s bye law Act), a re mo molaong oo dintsa di tlaa direlwa setlankana le go nna le lekgetho. A re mongwe le mongwe yo o ruileng ntsa ka molawana oo o patelesega gore ntsa ya gagwe e nne mo lelwapeng la gagwe gape a beilwe mokwalo o o supang gore tshaba ntsa. O tlhalositse gore ba ofisi ya bye law ba tlaa bolotsa letsholo la go tshwara dintsa tse di tlaa bong di sena letshwao la gore di na le setlankana le lekgetho. Mogolwane kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Jabulani Maposa a re dintsa di tshwanetse go nna di kentetswe molafo nako tsotlhe. Rre Maposa o boletse fa molafo o le borai ka o sena kalafi, ka jalo a tlhagisa barui ba dintsa go kenta dintsa tsa bone nako le nako fa go na le letsholo la go kenta dintsa. Fa a leboga, Kgosi Brown Tshosa wa Selolwane a re melawana eo e tla thusa ka ba ntse ba sa bone boroko ka dintwa le dikgang tsa leruo le le senyetsang batho. Kgosi Tshosa a kopa khansele go gagamatsa setoropo le go diragatsa melawana eo gore barui ba tlhokomele leruo ke gone dikgotlhang di tlaa felang. BOPA politics 7 Mopalamente o leboga banni Mopalamente wa kgaolo ya Ngami Rre Thato Kwerepe o lebogetse banni ba Legotlhwana go bo ba nnile pelotelele gore motsana wa bone o tlhomamisiwe go nna motse. Rre Kwerepe o ne a tlhalosa fa jaanong ba na le tshwanelo ya go batla ditlamelo tse ba bonang di tlhokega mo motseng wa bone. O ne a kgothatsa banni go simolola go akanyetsa motse wa bone gore ba ka o tlhabolola jang, a gakolola ba lephata la kabo ya ditsha go batlisisa pele ka ditsha tse di mo motseng oo go hema go abela batho matlotla kana ditsha tsa batho. Mopalamente Kwerepe o ne gape a tlhalosa fa ele tshwanelo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona gore mananeo a ga goromente a nyeletso lehuma a goroga mo bathong le go bona gore a tsamaya ka thelelo. O ne a supa fa mananeo aga goromente a a fiwang sechaba a direlwa gore batho ba kgone go tokafatsa matshelo a bone ka jalo a ba kopa go tsenya mananeo ao mo tirisong ka tlhwaafalo. Rre Kwerepe o ne gape a kopa banni go go leka ka bojotlhe go tlhabolola matshelo a bone. Are kgaolo ya gagwe ya Ngami ke kgaolo e e tshwenngwang ke dibetsa tsa tlholego le malwetse a leruo ka jalo a tlhalosa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go itse lego begela kgosi ka ba ba amegileng gore a tle a kgone go isa mathata ao kogo baba tshwanetseng. Rre Kwerepe o ne a kopa banni go tsaya boikarabelo le go itse tsela yago ikuela fa ba sa tsewe sentle ke bodirelapuso mo motseng a bo a ba kopa go dirisana le bodirelapuso, a tlhalosa fa dikgang tsa magatwe di tshwanetswe go tilwa segolo bogolo mo diphuthegong tsa merafe. Modulasetilo wa khansele e potlana ya Maun Rre Mmoedi Modiegi o ne a kopa banni go ikuela ka dikgang tsa tshenyetso sechaba mo maphateng ka go farologana a ba kopang dithuso kwa go one. society 9 Go sha ga sekole go oketsa dikgwetlho Tona wa lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao, a re matlo a borobalo a a jelweng ke molelo kwa sekolong segolwane sa Nata a okeditse dikgwetlho tsa lephata. Rre Molao o buile se fa a ne a etetse sekole seo go bona tshenyo ee bakilweng ke molelo bosheng. A re lephata le ntse le lebanwe ke dikgwetlho tsa mosuke kwa matlong a borobalo a baithuti. A re ka tshwaragano le tirisanyo mmogo banni ba Nata, makgotla ka go farologana le puso ba ka tswa ka methale ya go rarabolola dikgwetlho tse di tlhagogang. Rre Molao o ne a gatelela botlhokwa jwa tirisanyo mmogo, a tlatsa ka gore e ka ba thusa go tshwaraganela baithuti go ba betla gore ba gole ba ila go senyaka dithoto tsa sekole, a supa fa sekole se tshwana le motse, e bile mogokgo ka nosi a ka se kgone. A re maikaelelo a leeto la gagwe e ne e le go lekola sekole go bona seemo ka fa se ntseng ka teng le go leka go bona gore ga gona ka fa go ka rarabololwang seemo seo ka teng. A re o ikaeletse go tsamaya le dikole tsotlhe a di lekola go nna le kitso le go bona ka fa di dirang ka teng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Mogokgo wa sekole sa Nata, Mme Tebogo Sebogodi, o boletse fa matlo a borobalo a baithuti e le dikago tsa matlhatlaganyane a mararo, mme molelo o tlhagogile kwa dikamoreng tsa bobedi tse di matlhatlaganyaneng a bobedi kwa go nnang basimane. A re baithuti ba le masome marataro le bosupa ba dule fela ba iphotlheree ka dilwana tsa bone di shele tsa ba tsa lora. Mme Sebogodi a re ba tsere tshwetso ya go fudusetsa baithuti bao kwa matlwaneng aa neng a nna baithuti ba lekwalo labotlhano ba ka nako eo ba neng ba tswetse. A re baithuti ba ba amegileng ba ne ba thusiwa ka go sidilwa maikutlo le go ba thusa ka dingwe tse ba ka di dirisang le go itsise batsadi ba bone. O tsweletse a bolela fa go sena ope yo o gobetseng mo tiragalong eo. Mogokgo o ne a supa fa ba sa jesiwe di welang ke borre bangwe ba ba senang boikarabelo ba ba tlhagelang terata ya sekole go tla go tsaya bana ba basetsana. A re bosheng koloi ya modiro wa Honda Fit e ne ya tlhagela terata ya sekole, e bonwe e le mo lebelong e feta e pegile baithuti bangwe. Mme Sebogodi o ne a kopa boeteledipele jwa motse go thusa mo go lwantsheng dikgang tsa go nna jalo. education 4 Dikereke di lebogela boipuso Dikereke ka go farologana di ne di tshwere bokopano jwa go lebogela boipuso. Fa a ema diphuthego pele ka lefoko, Moruti Lebogang Tube wa Methodist mo Lobatse o ne a re ke nako ya gore setshaba sa Botswana se atumele Modimo ka jaana ele ene botshabelo jwa tsotlhe. Moruti Tube a re setshaba se tshwanetse sa kopana mo Modimong, mme ba supe lorato, tlotlo le go tshegetsana. Moruti Tube a re mogare wa HIV o ka lwantshiwa ke thapelo. A re Modimo ke ene botshabelo jwa tsotlhe, mme a rotloetsa setshaba go siela kwa Modimong go ya go ipobola. O tlhalositse gore go bitsa Modimo ga se sesupo sa bokoa jaaka bangwe ba ka akanya, mme a re seo ke sesupo sa phenyo ebile a re Modimo ke ene seikokotlelo sa batho mo ditseleng tsotlhe. Bokopano jo jwa dikereke bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng 'Botsogo jwa Rona, Boikarabelo jwa Rona.' Re tshwaragane go emisa Kanamo ya Mogare wa HIV.” Fa a tswa la gagwe Moruti Madzani wa Bible Life o ne a re bothata jwa HIV ga se jwa puso fela mme a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaa seabe go lwantsha le go fedisa mogare o. Moruti Madzani a re ke nako ya gore jaanong dikereke di nne le seabe se se bonalang mo go thuseng puso go lwantsha HIV. O ne a gwetlha badumedi go ema ka dinao ba goeletsa kwa Modimong gore o ba fe tharabololo. Fa a amogela bokopano jo, mothusa mmatoropo, Rre Francis Mokwena o ne a lebogela seabe sa dikereke mo go tliseng kagiso mo lefatsheng. O ne a supa matshwenyego a a leng teng mo toropong ya Lobatse jaaka tiriso ya diritibatsi, borukutlhi , le nnotagi e feteletseng. Rre Mokwena o ne a kopa dikereke go tsosolosa mowa wa sekeresete le go rapelela segolo bogolo banana, a tlhalosa fa botlhoka tsebe jwa bone bo ile magoletsa. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Lekoko le reetsa kgang ya Werda Bosheng jaana, banni ba Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng go buisanya ka dikgang tsa bogosi jwa motse oo. Kgosi Keleofile Phihadu o ne a epile pitso a eteletswe pele ke lekoko le le tlhomilweng ke tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van der Westhuizen go tlhotlhomisa ditso tsa bogosi jwa motse o. E rile a rolela banni thomo, moeteledipele wa lekoko, Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong a tlhalosa gore ba romilwe go tla go tlhodumela dikgang tse di amang bogosi jwa Werda. O ne a tlhalosa gore ba tsile go tlhotlhomisa kgang matlho a phage a lebane ka e rile bosheng mokwalo wa goroga o supa fa boora Esterhuizen ba re bogosi jwa Werda bo ba lebagane. A re e ne ya re kgwedi ya Morule e ya fifing ngwaga tlola, boora Esterhuizen ba romela mokwalo kwa lephateng la Tribal Administration kwa Tsabong go ipobola. A re ka Botswana a ikaegile ka morero, ba ne ba rulaganya go tla go buisanya ka kgang eo ka boora Esterhuizen ba ne ba supa jalo gore e rile ka ngwaga wa 1955-1962 Kgosi Andries Esterhuizen o ne a le mo setilong mme se se ba fa tshwanelo ya go busa motse oo ka sefane seo se kile sa busa. Mme kgang ya moruthutha ya nna gore kgosi yoo o ne a tsene jang mo setilong. A o ne a tlhophilwe go nna kgosi ke morafe kana o ne a le kgosi e e tsetsweng, mme gone fa motlhala wa tsena mo sekgweng ka go ne go sa tlhologanyesege sentle gore Kgosi Esterhuizen o ne a tsenye jang foo. Kgosi Kgamane a re tsamaiso ya bogosi jwa lefatshe leno e papametse mo molaong oo tsamaisang bogosi. Mongwe wa banni, Rre Robert Mackenzie, o supile fa Rre Esterhuizen a busitse motse oo ngwaga tse supa ka nako tsa fa Mmamosadinyana a ne a busa. Mme tota ga go sa tlhalosege sentle gore o ne a se kotame jang le gone gore o dule jang mo setilong ka e rile morago ga fa a sena go tlogela motse o ne wa goga lebaka le le telele o sena kgosi. Rre Johannes Visage o supile fa a nnile monni wa Werda a le ngwaga tse nne mme boora Esterhuizen ba ne ba kopiwa go sutela lefelo la diphologolo la Gemsbok ke Mmamosadinyana mme ba tlhotlhoma le lefatshe la Kgalagadi ba dupa metswedi ya metsi mme ba wela kwa Werda. O tlhalositse gore le ntswa a le mmotlana ka dingwaga batsadi ba mo tlhaloseditse fa e rile morago ga Botswana a tsaya boipuso mo go Mmamosadinyana kgosi a se fologa ka a ne a sa itse puo ya Setswana, a bua puo Afrikaans mme a itse sentle gore puso ya lefatshe la Botswana e tsamaisa dilo ka puo ya Setswana mme a ka seka a etelela batho a sa itse Setswana. O tlhalositse gore morago ga foo go ne ga tsena dikgosi tse tlhano mo setilong fa dingwaga di ntse di tlhatlologana mme boora Esterhuizen ba ba rutegileng mme e bile ba itse le puo ya Setswana ba budule go ka etela morafe pele. Banni bangwe ba ne ba supa fa bogosi e le jwa boo-ra Ramokhaneng kana boo-ra Kgokong kaba tsile mo Werda pele ga batho botlhe. Mme ya re go buiwa jaana Rre Tshimologo Kgokong a iphesa go bua gore kgang e ya bogosi jwa Werda ba ntse ba e bipile mpa ka mabele ka ba ne ba sa batle mehoholela mo motsing wa bone. “Kgang e e masisi ga ke itse gore e hukuntswe ke eng,” a tlhalosa. O supile jalo gore rraagwe Kgokong o gorogile kwa motseng wa Werda ka ngwaga wa 1940 pele ga Rre Esterhuizen mme ebile ka nako eo motse o ne o bidiwa Lekokoma eseng Werda. Ka jalo a kopa gore go itsa gore morafe o kgaoganngwe ke kgang tsa bogosi, Kgosi a tlhophiwe fela jaaka go ne go ntse go diragala jaaka fa dingwaga di ne di ntse di tlhatlologana. Rre Thomas Dirakano yo o kileng a emela ditlhopho tsa bogosi jwa motse oo a re o itse fa ditso tsa motse oo di supa gore bogosi bo a tlhophelwa go tswa ka nako tsa ga Mmamosadinyana fa go sena kgosi e e tsetsweng. O supile jalo gore dikgosi tsotlhe tsa motse oo di ne di tlhophiwa ke morafe, fa go sa nna jalo Molaodi o ne a baya mongwe mo setilong ka go mo kopa. O tlhalositse jalo gore le Kgosi Phihadu yo o tlogang a tlogela bogosi jwa motse oo ka bogodi le ene a ne a tlhophilwe ke morafe wa gagwe. A kopa jalo gore a ngwao eo ya g tlhophiwa ga kgosi e nne e tsweledisiwe mo motseng oo. Fela jaaka rre Dirakano, bontsi jwa dibui bo ne jwa tshela metsi kgang tsa gore bogosi ke boo-ra Esterhuizen, ba kopa lekoko la ga tona gore bogosi jwa motse oo bo tlhophelwe fela jaaka go ntse go diragala go tswa bogologolong. E re lentswa go ntse jalo, bodirela puso bo ne bo le foo ba sa utlwe kgang e ka-tsa-ga-morakile. Kgang e e wetse le mo ditsebeng tsa ga molaodi go tswa Tsabong Rre Bigboy Mangwa, motshwarelela Ramaposidi wa Werda rre Joel Sebotho, motshwarelela Tribal Administrator mme Tshepo Lopale, dikgosana ssa motse wa Werda le, ba komiti ya ditlhabololo ya motse le matlhogotshweu a motse le morafe otlhe o o neng o le foo. Fa a garela, Kgosi Sue Mosinyi wa ko Bokaa o lebogetse morafe tirisanyo mmogo e ntle le lekoko le le beilweng foo go tlhothomisa kgang. Ka a re mabaka otlhe a tlaa thusa lekoko go isa thomo ko Gaborone ko e tlaa fetang e sekasekwa gore tshwetso e e maleba e tsewe ka bogosi jwa Werda. O supile fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe mme a lebogela banni go ba tshologa mokgosi gore kgang ya bogosi joo e kgone go rarabololwa ka tolamo. politics 7 Jansen o itshetsa ka ditlhare le mebutla E re ka Motswana a rile e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, Mme Kelapile Jansen yo o itshetsang ka ditlhare le mebutla o dirile fela jalo. Mme Jansen wa Tsabong yo o dingwaga di masome matlhano le boferabobedi o boleletse A re o simolotse ka go reka ditlhare mo mogwebing mongwe kwa Gaborone nako nngwe a etetse teng. “Nna ke ne ke di itheketse fela go lema ke jela mo ganong le go kgabisa lelwapa, mme ka lemoga fa nka oba letsogo ka batho ka bontsi bogolo jang bomme ba ne ba di kgatlhegela. Mme Jansen a re go lemoga fa batho ba rata kgwebo ya gagwe ya ditlhare tsa maungo, meriti le tse di kgabisang, o ne a tsenya marapo dinameng ka go lema di le dintsi tse di ka kgonang go mo tsenyetsa letseno le le botoka. Mme Jansen o boletse fa a ne a oketsa ka go lema merogo, selo se a supileng fa se ne sa mo tlodisa melatswana. O kaile fa ka dinako dingwe a ne a thapiwa go kgabisa kwa manyalong le ka nako ya mediro kwa dikgotlengi. A re ngogola o ne a ya go supa ditlhare kwa ditshupong tsa temo-thuo mo Tsabong, mme a ikgapela maemo a ntlha ka setlhare sa Elephant, mme a fetela kwa Gaborone kwa dikgaisanyong tsa makgaolokgang. O tlhalosa fa a ne a ikgapela maemo a bobedi. Mme Jansen a re ka 2012, o ne a kgatlhegela thuo ya mebutla ya sekgoa, mme a reka mebutla e le mebedi o motonanyana le o monamagadi ka P600. A re e ne ya tsala mme ya oketsega go nna masome a matlhano le bone, mme mo nakong ya gompieno o setse a rekisitse e le lesome le bobedi. Selo se a reng se fetotse botshelo jwa gagwe fela thata, ka jaanong a kgona go bona dipoelo tse di botoka ka a kgonne go baakanya ntlo ya gagwe le go ipeela sengwe mo posong. A re gore mmutla o ntshe maduo, o tshwanetse go o fa lorato le go o tlhokomela ka furu e e rekwang kwa BAMB, matlape a merogo, mmidi o o bidisitsweng le metsi. Mme Jansen yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Mmakabo a re mmutla o le mongwe o kgona go tsala mebutlanyana e le lesome kana go feta foo, go tswa fela gore o e tlhokomela jang. Mme Jansen o boletse fa a setse a na le bareki ba le bantsi. A re gape o itshetsa ka thuo ya dipidipidi tse a supileng fa di kgatlhegelwa ke banni ba motse, ka gore fa o di ruile ga o tshwenngwe ke digagabi di tshwana le dinoga le diphepheng. O supile fa a itshetsa le ka dinotshe ka go rekisa mamepe a tsone, mme a di tlhokomela ka dithunya tsa sonobolomo. A re monongwaga o ikaelela go ya go supa mebutla, dipidid, merogo, ditlhare le dinotshe kwa ditshupong tsa kgaolo. A re dingwe tsa dikgwetlho ke letlhoko la metsi le lefelo le le phuthulogileng le a ka kgonang go ruela mo go lone mebutla le go lema merogo le ditlhare. economy_business_and_finance 3 Nkwenkgoga e kopa kemonokeng Setlhopha sa Nkwenkgoga se kopa setshaba go ba ema nokeng mo go lwantsheng borukutlhi. Nkwenkgoga ke setlhopha sa baithaopi ba thwantsho borokutlhi ga mmogo le mapodisi le dikgosi tsa Mokgomane, Metlojane, Cwaanyaneng, Tswagare, Mosi le Madingwane. Ba kopile batsadi go ba thusa bana, ba re fa batsadi ba ka emisa go bipa mpa ka mabele ba ka kgona go fokotsa borukutlhi. Ba re batsadi bangwe ba didimala fela fa bana ba tla ka dithoto, ba bona go siame fela ntswa ba itse sentle gore bana bao ga ba dire e bile ga go na kwa ba ka tsayang dithoto tsa go nna jalo teng. Kgosi Hebert Ikgopoleng wa Cwaanyaneng, yo e leng modulasetilo wa setlhopha se, a re fa batsadi ba ka tswelela ka go mpampetsa ga ba kake ba kgona letshego la tebelopele la setshaba se se sireletsegileng. A re ba ka kgona letshego le fela fa ba ka fetola maitsholo ba nna seopo sengwe le bone. Ba kopile batsadi gore ba seka ba letlelela ope yo ba sa itseng kwa a tswang teng go nna le bone ba sa begela ba bogosi. Ba re batsadi ba lesa bana, bogolo jang ba basetsana ba tla ka ditsala tsa borre mo malwapeng ba sa itse kwa ba tswang teng, selo se ba reng se gakatsa borukutlhi. Ba re golo mo go ba ketefaletsa maiteko a go lwantsha borukutlhi ka e bile ba sena ditlamelo tse di lekaneng. society 9 Komiti e tlaa agelwa ntlo ya boroko Komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgotleng ya Mogadingwana kwa Maun e tlaa agelwa guest house ka madi a dikgaolo a P10 million. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti, Rre Ketshele Mowaneng o supile fa ba kopile go dira ditlhabololo di le mmalwa ka madi a mme go ne ga atlega kopo e le nngwe ya go agelwa ntlo ya boroko e e tlaa thusang komiti go kgobokanya madi go tlhabolola kgotla ya bone. Rre Mowaneng o supile fa komiti e ne e setse e rekile setsha se kago e go bapa le kgotla ya bone. O supile fa lefelo le le tlaa thusa matlo a bone a ntseng a le teng go tsenya madi mo letloleng la komiti go tlhabolola kgotla ya bone. O tsweletse a supa fa kago e, e tlaa abelwa madi a a kanang ka P1.8 million. E re ka motse wa Maun o itsege ka bojanala, kago e e solofetswe go dira dipoelo e bile e tlaa araba dilelo tsa letlhoko la boroko mo bajanaleng ba ba etelang motse wa bone. “Bajanala ba tlaa robala mo teng e be ba ntsha madi a a tlaa bong a beilwe go tswa fela gore ba ntse lebaka le le kae gone foo,” ga bua modulasetilo. O tsweletse a supa fa lefelo le le tlaa tlhamela banana ba kgaolo ya bone ditiro di tshwana le go apaya, phephafatsa le go okamela kgwebo eo, le gone go ntsha banana ba ba ineeletseng nnotagi le ditagi mo mekgwatlheng le mo lehumeng tota. E re le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile fa tiro ya komiti ya ditlhabololo e le ntsi thata, a kaya fa puso e tshwanetse go sekaseka dikatso tsa bone mo isagong. O supile fa tiro ya bone e akaretsa go bereka le bommaboipelego ba khansele go netefatsa fa masiela, bagodi, bana-le-bogole le batlhoki ba fiwa mananeo a a ba lebaneng, go netefatsa gore dikole le dijarata tse di mo kgotleng ya bone di a phepafadiwa le go tsaya karolo mo mokgatlhong o tshwana le wa Umbrella VDC. “Re fiwa dikatso fela gore re nnile le phuthego ya komiti, mme re tshwaragane le namane e tona ya ditiro ka go farologana,” ga bua modulasetilo. E re ka maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a shafadiwa morago ga ngwaga tse tharo, modulasetilo o tlhalositse gore go le pele maloko a a neng a tswa a diretse komiti a ne a fiwa ditlankana ke puso e le sesupo sa gore ba diretse komiti mme e le tsela ya go ba lebogela seabe se ba nnileng le sone, mme se sa tlhole se diragala. BOKHUTLO society 9 Spar se abela sekole se se botlana Lebentlele la Spar le abetse sekole se se botlana sa Olerato Day Care Center dibala makgolo, motshine o o ntsifatsang dipampiri le tshingwana ya
merogo.. Mogokgo wa sekole mme Grace
 Nkhwa o buile se ka letsatsi la kabo dimpho go tswa mo lebentleleng leo. A re
maikaelelo a pulo ya sekole e ne e le go gatelela letshego le le reng tshaba e
e rutegileng ebile e na le kitso, o tswelela a re thuto ke thebe ya setshaba,
ka jalo Batswana ba tshwanetse go e tshwaraganela ka gore goromente a le nosi a
ka se kgone. Mme Nkhwa a re fela jaaka
goromente a re dikompone di ka thusa mo dikoleng ba ne ba rwala ditlhako ba
kopa dithuso ka ba ne ba lemoga fa ba na le botlhoki mo sekoleng sa bone, a re
ba lebentlele la Spar ba ba utlwela botlhoko ba bo ba reetsa selelo sa bone. O supa fa e rile go simologa
ba Spar ba etela sekole ba lebelela tse ba di tlhokang mme e re morago ba abela
bana materase a ba robalang mo go one, ka ba ne ba ntse ba robala fa fatshe
ebile ba tsenwa ke serame, o ne a re ba itumetse ka gore ba amogetse tse
dikgolo. Mme Nkhwa a re o kgothatsa
dikompone le setshaba ka kakaretso gore di tsenye letsogo mo dithutong tsa bana
go baakanyetsa bokamoso jwa bone. O supile fa sekole se se gola
ka dipalo tsa bana tse di oketsegang, ka ngwaga wa 2006 se bulwa se ne se na le
bana ba le masome a mabedi le bosupa gompieno ba na le bana ba le masome a
supa. Mogolwane wa lebentlele Rre 
Moitsemang Kwati a re maikaelelo a bone ke go ema sekole nokeng ka dinako
tsotlhe, le go ba neela dithuso tse ba di tlhokang ebile e le tse bone ba ka di
kgonang e le ba lebentlele la Spar. Rre Kwati a re ba dirile se
morago ga go etela sekole ba bona se na le botlhoki jo bo tseneletseng, a re ba
ne ba setse morago letshego le le reng setshaba se se mautlwelo botlhoko. Mogolwane wa lebentlele a re
ntswa ba feletse ba fitlhelela se, go ne go se motlhofo mme fela ba ne ba seka
ba ipona tsapa. Ba ne ba dira madi ka go kopa dithuso mo Batswaneng, ba rekisa
dijo tsa setso, le tse dingwe. O kaile fa ba ne ba reka
dibalamakgolo gore ba kgone go boloka dilo tsa bone tse di mosola mo teng, ka
gore yone e a ikanyega go na le go kwalela mo dibukeng. A tswelela a re se se monate
ka go nna le sone sebalamakgolo ke gore e re ba ruta bana jaana ka tsone dilo
tse a bo ba kgona go ba supegetsa gore ba bua ka selo se se ntseng jang. Rre Kwati a re selo se se
molemo ke gore bana ba je merogo go hema malwetsi a masesannyane jaaka flu, ke
se ba boneng go le maleba gore tshingwana e, e tlaa ba sologela molemo fela
thata ebile gape e tlaa ba thusa go fokotsa go reka morogo kwa mabentleleng. Kgosi ya motse Mme Christinah Moloi a re o itumetse fela
thata ka go supa fa Batswana ba na le pelo, mowa wa neelo, lorato le mautlwelo
botlhoko a re o kopa gore se se tswelele se bo se gole. Mma Moloi a re sekole se se
thusa sa Debswana sa Wendy fela thata ka gore fa se ne se seyo bontsi jwa bana
ba ka bo ba sokola, go sena kwa ba tsenang teng, ka jalo a re maiteko a
tswelele fela jalo sekole se gole. Kgosi o kgothaditse bagolwane
ba sekole gore mo e seka ya nna gone gotllhe, ba tswelele ba
kope dithuso mo setshabeng. A re ebile sekole se tshwanetse go agelwa matlwana
a borutelo a a siameng. education 4 Tona o batla tsamaiso e e lolameng Tona wa lephata la Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele o ikuetse mo bodireding go emisa tshenyetso setshaba. Rre Maele e buile jalo mo phuthegong ya gagwe le bodiredi jwa lephata la kabo ditsha la kgaolwana potlana ya palapye le le akaretsang Maunatlala, Lerala le Palapye. O ne a ba kopa go ititaya ka thupana go neela setshaba dithuso le ditirelo tse di maleba ka nako e khutshwane. O ba kgothaditse le go dira ba le seopo sengwe le marara le maphata a a farologaneng, go tlotla setshaba, go baya mekwalo sentle, go direla dilo mo pepeneneng le go isa thuto kwa setshabeng ka tsa lefatshe. A re lefatshe ke sengwe sa tse di tlhokang go tshwarwa ka kelelelo e e kwa godimo, mme fa ba ka adima tshwene marapo dikgang tsa lefatshe ga di kake tsa fela. Tona o ne nna le dikgang tse a supileng matshwenyego mo go tsone jaaka ya go kwalwa le go latlhega ga dintlha tsa diphuthego, a re gantsi ke sone se se digelang lephata ka lemena ka go welwa ke dikgang ka go se na ope mokwalo o o lolameng wa go supa dikgang tseo ka botlalo. O ne a gatelela gape gore ka fa go phuthwang madi a melala a a kolotwang lekgotla la kabo ditsha la Ngwato ka teng ga go supe tema epe, mme a re go tsiwe ka ditsela tse di ka dirisiwang go gakolola ba ba kolotang go tla go duela. A re fa ba sa dire jalo go tlaa tla mo seemong sa gore e re ka nako ya kabo ya madi ba fiwe a le mmenyana fela, mme ba laelwe go phutha dikoloto, ke tsone ba duele bodiredi ka tsone. A re go amogana ditsha ke ntlha e e tshwenyang, a re go dirwe ke kelelelo. O ne gape a re thekiso ya lefatshe e tsere phekelo e sele, mme go tsile mo nakong ya gore fa motho a ne a filwe lefatshe a bo a le rekisa a seka a tlhola a abelwa lefatshe. A re molao o o tlang o o ya go thusa thata mo dikgannyeng tsa mofuta o. Tona a re batho ba rutwe go a hirisa lefatshe kana ba le busetse kwa go ba kabo ditsha, mo go ka fang motho go ka tsenya ikopelo gape fa a setse a bone a ka kgona go aga. O ne a kopa tirisano fa gare ga bodiredi le ene gore ba tle ba kgone tiro ya bone ba le seopo sengwe. A re bontsi bo ya go senyegelwa ke ditiro ka go sa direng dilo ka fa tshwanelong. O ne a supa fa go gola ga Palapye go itepatepantse le go gola ga thekiso ya ditsha. Mo mafokong a kakgelo, leloko la kabo ditsha la Palapye, Rre Tubego Mafoko o ne a re bone ba tshwere ka natla go ruta batho ka ditsamaiso le tiriso ya lefatshe, mme a bua ka go abelwa ditsha ga banyalani a re go a tshwenya a go lebelelwe le molawana wa teng o papamale. A re tshenyetso setshaba ke sengwe se lefatshe leno le se ilang lobaibai, mme fa go lemogilwe fa e leng teng a e epololwe ka medi. Rre Donald Nkete yo le ene e leng leloko la kabo ditsha, o ne a re sengwe se se ka dirwang go phutha dikoloto e ka nna tshwaragano ya ba diteseletso ba khansele le ba lekgotla la kabo ditsha gore fa motho a ya go shafatsa teseletso a seka a direlwa jalo fa a na le melala ya sekoloto. Modiredi wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Mothaka Silas o ne a re ba bobotlana ba tlhokana le go okelediwa bodiredi mo tirong ya go potiela, bogolo jang ka fa go ba boranyane, mme a ikuela mo go tona gore tiro ya bone e tlhoka go sekasekelwa go duelelwa bodiphatsa jwa yone. A re ditsha ga di dirisiwe sentle ka fa molao o tlhalosang ka teng go ikagelwa fela. society 9 Nokwane o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma Mme Masego Nokwane a re o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Nokwane a re o ne a kopa lenaneo ngwaga o o fetileng mme kopo ya gagwe ya atlega. O tlhalositse gore fa a sale a fiwa lenaneo la tsa kapei, botshelo jwa gagwe bo fetogile ka motsotso ka pele a ne a sotlega. O tsweletse a tlhalosa gore o ne a fiwa didirisiwa tsotlhe tsa kapei di akaretsa ditanka tsa gase tsa 48kg di le pedi, dipitsana ka go farologana, tafole le tse dingwe gape. O boleletse ba BOPA gore o ne a kopa lenaneo la tsa kapei ka e le motho yo o ratang tsa kapei ebile a na le bokgoni jwa go apaya dijo ka mefuta. A re o ne a isiwa dithutong tsa kapei mo sepateleng se segolwane sa Sabata sebaka sa dibeke tse thataro. A re o lebogela dithuto ka gompieno o itse go apaya dijo sentle. Mme Nokwane o buile a sa kgale mathe ka tiro e ntle e e dirilweng ke Tautona L.t Gen. Seretse Khama Ian Khama ya go ntsha mananeo a go thusa Batswana go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. A re o akgola Tautona go menagane ka botshelo jwa gagwe bo fetogile ka bonyo ya leitlho morago fa a sena go fiwa lenaneo, e bile se, e le go diragatsa lengwe la matshego a 2016, la setshaba se se lorato e bile se le boutlwelo botlhoko. O tsweletse a tlhalosa gore gantsi o apeela batho fa go na le bokopano bongwe mme o dira madi a a simololang ka P2000 go ya kwa go bo P5000. O tlhalositse gore madi a kgwebo ya gagwe ya kapei e a dirang e laolwa ke palo ya batsena bokopano jo a bo apeetseng dijo. Mme Nokwane o tlhalositse gore o dirisa dipoelo tsa gagwe go tlhokomela ba lelwapa la gagwe ka e le ene motlhokodi e bile gape e le ene a leng mogolwane mo lwapeng. A re gape o dirisa a mangwe go duelela bana sekole mme a a salang a a boloke mo sebolokelong sa gagwe kwa bankeng. O tlhaloseditse ba dikgang gore o boloka dipoelo tse dingwe gore a di dirise mo isagong fa kgwebo ya gagwe e ntse e gola. A re ba khansele potlana ya Kanye (KAA) ba eme kgwebo ya gagwe nokeng ka ba kgona go mmitsa go tla go ba apeela fa ba na le bokopano bongwe. A re se se mo supegetsa gore puso ya Botswana e batla go nyeletsa mmaba yo wa lehuma. O boletse gore ene o bereka ka botswapelo le bopelokgale go isa kgwebo ya gagwe golo gongwe ka o solofetse go le gontsi mo go yone. E bile o tlhalositse gore kgwebo e e batla motho yo o pelotelele gape a le senatla ka gore phokoje o o ko morago dintsa di a ne di sale di mmone. economy_business_and_finance 3 Ba gakololwa go potlakela diji Balemi ba masimo a Radisele le Makoro mo kgaolong ya Legare ba kopilwe go begela balemisi ka diji di tshwana dinonyane, setotojane le sebokwana gore di lwantshiwe di ise di dire tshenyo e e feteletseng. Kopo e, e dirilwe ke Molemisi wa kgaolo eo, Rre Galefele Tautona mo puisanong le BOPA bosheng. Rre Tautona o rile le fa ba ise ba tlhomamise gore nonyane ya thaga e ka tswa e thibeletse mo mafelong a fe, gone dipego di bolela fa e utlwalelwa kwa merakeng ya Sukunya le kwa letamong la Chekanyane. O boleletse BOPA fa badiri ba lekalana le le lebaganeng le go lwantsha diji mo lephateng la temo-thuo ba ipaakantse ka dinako tsotlhe go lwantsha diji di tshwana le dinonyane le tsie. Rre Tautona o tsweletse ka go tlhalosa fa balemi ba kgaolo ya Radisele le Makoro ba lemile ditema di le 371.76 fa e sale letsema le bulelwa ngogola. A re mo ditemeng tseo, di le 243.88 di lemilwe kwa Radisele fa tse 127.88 di lemilwe kwa Makoro. A re e re ka batho ba ne ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa temo jaaka diterekere le dipolantere, bangwe ba ne ba retelelwa ke go lema ka ditselana le go dirisa menontshane ka ba ne ba tshaba go tlogelwa ke bokgola. O kgothaditse botlhe ba ba sa lemang ka ditselana ga mmogo le beng ba diterekere go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go rekela ruri didirisiwa tsa temo le go agelela masimo go hema go siiwa ke bokgola le go senyediwa ke loruo. Rre Tautona a re le fa puso e tsere tshwetso ya go tswelela e thusa balemi ba ba sa lemeng ka ditselana, gone mo ngwageng o tlang puso ga e na go thusa ope yo o sa ikemisetseng go lema ka ditselana ka jaana go gasa go se na thobo e e nametsang. A re balemi bangwe ba setse ba le gaufi le go leta ka jaana dijalo tsa bone di setse di hupile fa tse dingwe di tsetse kana di ntshitse diako. BOKHUTLO society 9 Mopalamente o kopa go fefosiwa ga dithuso Mopalemente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, a re khansele ya Borwa e maoto a tshupa go thusa setshaba ka mananeo a nyeletso lehuma. Mafoko a gagwe a sala morago matshwenyego a ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama yo e rileng bosheng a ntsha taolo ya gore e re kgwedi ya Ngwanatsele e ya fifing, baikopedi botlhe ba ba kopileng go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ba bo ba thusitswe. Rre Kesupile o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng ya goora-Mongala kwa Kanye bosheng fa dithuso tsa ditlamelo tsa nyeletso lehuma di le bonya fela thata mo go felelang go kgoba baikopedi marapo. O ne a tlhalosa fa boikarabelo bo le mo khanseleng go bona gore ba thusa setshaba ka bofefo. Mopalamente o ne a supa ngongorego gape ka badirelapuso bangwe ba ba sa tseneng diphuthego tsa dikgotla go araba morafe ka tsamaiso ya ditirelo tsa bone. O ne a tswelela a tlhalosa fa seemo se, se tshwanetse go emelwa ka dinao. Rre Kesupile o ne a ama kgang ya dituelo tsa ba-na-le-bogole e e saleng e simolotse ka Moranang gore thulaganyo ya teng ke eng le gore dituelo di tsamaya fa kae. E rile a mo kgwa dikgaba, morulaganyi wa tsa itsholelo mo khanseleng ya Borwa, Mme Keabetswe Kgaswane a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tsamaile le dikgotla di le mokawana ba dira ditshekatsheko tsa ba-na-le-bogole. O ne a bolela fa ba-na-le-bogole ba le masome a marataro le bobedi ba tlaa amogela le mororo a ne a sa tsepama gore ke ba le kae ba ba setseng ba thusitswe. E rile ba akgela, banni ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke go goga dinao ga khansele ya Borwa mo go ba thuseng ka mananeo a nyeletso lehuma. Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego, Mme Boingotlo Akanyang o ne a bua a rothisa keledi ka fa a tserweng ka teng mo go ikopeleng dithuso tsa nyeletso lehuma. O supile fa la ntlha a ne a amogetswe, a tsena dithutuntsho, mme ya re morago a bolelelwa fa a tshwanetse go ya kwa go ba boipelego go ya go tsaya lekwalo la gore ga a atlega; selo se a reng se ne sa mo utlwisa botlhoko fela thata. Fa a araba, Mme Gladys Isaacs, go tswa kwa ofising ya nyeletso lehuma, o ne a tlhalosa fa ba setse ba thusitse baikopedi ba madirelo a a dirang borotho ba le babedi, ba ditiro tsa matlalo ba le bararo le ba madirelo a meriri ba le batlhano. O boletse fa ba santse ba emetse madi a mangwe go thusa ba ba saletseng kwa morago. Mme Isaacs o ne a kopa ba ba ngongoregang go ikopanya le ofisi ya gagwe go bona thuso e e maleba. O ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenngwa thata ke banana bangwe ba ba sa diriseng mananeo a puso e ba a neetseng. O ne gakolola botlhe gore fa ba sa dirise mananeo ao, a tlaa tsewa mo go bone mme a neelwe ba ba a tlhokang. Rre Kesupile, o ne a tsibosa morafe ka molao wa makgetho o o amang thekiso ya dikgomo kwa matlhabelong a Botswana Meat Commision gore jaanong barui ba tlaa simolola go duela lekgetho fa ba rekisa dikgomo tsa bone. O ne a tlhalosa gore morui mongwe le mongwe o tlaa duela dipula di le nne mo lekgolong e le lekgetho. A re barui ba ba rekisang dikgomo di feta makgolo a mararo e tlaa re ngwaga le ngwaga ba makgetho ba ba sekaseke gore ba duele masome a mabedi le botlhano a dipula mo lekgolong e le lekgetho gape. society 9 Dimpisi o itshetsa ka go kgabisa dinala Mme Matlhogonolo Dimpisi wa Selebi Phikwe ke mongwe wa banana ba ba itshetsang ka talente. Ene o inaakantse le go kgabisa dinala le go sidila mmele. Mme Dimpisi wa dingwaga tse masome a mararo le bongwe o tlhalositse fa a ithutetse go kgabisa dinala kwa sekoleng sa Planet Nails kwa Francistown ka ngwaga wa 2010. A re morago ga moo, o berekile ngwaga le sephatlo go anya botsipa mme a bona go le botoka go ipulela kgwebo e a e biditseng Shampies Beauty and Wellness Centre. Mme Dimpisi a re o ne a kopa go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2012 mme mo kgweding tse pedi a bo a bona phetogo ka a ne a bonye thuso ya dithoto tse di lopileng P32 000. A re ka Selebi Phikwe a lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya itsholelo, se se amile kgwebo ya gagwe mme ka a na le lerato mo go yone, ga a ke a kgobege marapo. “Gore kgwebo yame e bo e itshetletse ke a e bolokela e bile e na le dibuka tsa madi mme seo se nthusa go itse gore ke ka dira jang gore e seka ya wela ka mosima. Ke tsene ditshupo le go dirisa maranyane a Ditlamelo tse motho a ka di bonang di akaretsa go sidila mmele, go tlhatswa sefatlhego, go kgabisa dinala tsa mabogo le maoto le go baakanyetsa dintshi.Mme Dimpisi o kopile banana go emela dikgwebo tsa bone ka dinao go itsa go tshela madi a puso ka motlhobodika. economy_business_and_finance 3 Go tsibogela bolwetse ka nako go a boloka Mothusa Tona wa Botsogo Dr Gloria Somolekae o kopile setshaba go tsibogela malwetsi nako e santse e le teng. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa Maunatlala bosheng, o boletse fa go isa bolwetse kwa bongakeng nako e santse e le teng go ka thusa mo go bo alafeng bo ise bo kekele. A re malwetsi a tshwana le jwa kankere, madi a matona, sukiri le jwa kgotlholo e tona a tshwanetse a tsibogelwa nako e santse e le teng. A re bolwetse jwa kankere bogolo jang jwa kankere ya popelo bo tlhorontsha bomme thata mo lefatsheng leno. Dr Somolekae o ne a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng nako e santse e le teng. A re go botlhokwa gape go itse dikai tsa malwetsi ka go farologana ga one ka go ka thusa ba bongaka mo go a alafeng kana mo go a laoleng a santse a simologa. A re puso e dira gotlhe mo go kgonagalang go tsibogela botsogo jwa setshaba a bolela fa tlhokomelo ya botsogo e simolola fela ka mme yo o itsholofetseng. A re mme yo o itsholofetseng o simolola a lekolwa malwetsi le tsotlhe tse di ka tswang di ka koafatsang ngwana yo a iseng a mo tshole. Mo go tse dingwe Dr Somolekae o boletse fa puso e dirisa madi a a tsitsibanyang mmele mo ditlamelong tsa botsogo. A re malwetsi a a tlhokanang le dipilisi gore a ritibatswe a tsaya bontsi jwa madi ka ba ba a lwalang ba tlhokana le tsone dinako tsotlhe. Le fa go ntse jalo banni ba ne ba lela ka letlhoko la koloi mo kokelong ya bone. Ba boletse fa go nna bokete gore baoki ba kokelo eo ba kgone go ba fa ditlamelo tse di tshwanetseng. Banni gape ba ne ba kopa gore kokelo ya bone e atolosiwe. Ba re dipalo tsa motse wa bone di ile kwa godimo ka jalo go nna mosuke mo kokelong. Fa a tsibogela dilelo tsa bone, Dr Somolekae o ne a tlhalosa fa lephata la botsogo le lebagane le bothata jo botona jwa letlhoko la dikoloi mme go tsibogela seo dikoloi tse di senyegileng tsotlhe di tlaa baakanngwa. A re dipalo tsa dikoloi tse di neng di dirisiwa ke dikokelo ka go farologana di 300 ka palo mme lephata la botsogo le eme ka dinao gore di baakanngwe di tsene mo tirisong. Mo kgannyeng ya go atolosa kokelo, Dr Somolekae o boletse fa puso e na le letlhoko le letona la madi mme le dirilwe ke go ya tlase ga itsholelo. A re kwelotlase ya itsholelo e ne ya pateletsa puso go emisa tsotlhe tse di neng di le mo lenaneong go fitlha go siama. A re bothata jo bongwe jo bo neng jwa tsibogelwa ke lephata la gagwe ke jwa tlhaelo ya melemo le dipilisi kwa dikokelong. A re Lephata la Botsogo le tlaa saenela tumalano le ba Botswana Couriers gore ba ise melemo le dipilisi kwa mafelong a a farologaneng mme seo se tla a fokotsa letlhoko le le ntseng le le teng. Dr Somolekae o ne gape a etela kokelo ya Maunatlala le Lerala. BOKHUTLO health 6 Morogo wa lephutshe o na le dikotla Bontsi jwa batho ba rata merogo ya rothwe, morogo wa dinawa, le thepe jalo jalo, mme se ba sa se itseng ke gore morogo wa lephutshe le one o na le dikotla tse di nonofileng e bile di siametse botsogo. E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, mongwe wa balemi ba morogo o, Mme Amogelang Seidisa, 51, o kaile fa mo Okavango ba tlotlile morogo wa lephutshe. O kaile fa morogo o, o le bonolo go apewa e bile o sena tatso e e setlhokwana jaaka e mengwe. ‘‘Morogo wa lephutshe fa o sena go bapalwa,o ntshiwa ditlhale pele ga o segelelwa, o bo o omisiwa o sa apewa. Se se direlwa gore o seka wa latlha dikotla ka gore o butswa ka bonako. Mme nna ke o rata thata o sa omisiwa gonne o boruma,” Mme Seidisa a latlhela. Mme Seidisa o tlhalositse fa go na le methale e le mentsi ya go apaya morogo wa lephutshe. O tlhalositse fa go tswa goo-Lowe, morogo o, o ne o pharanngwa letswai le mahura, o sa tsenngwe sepe gape, mme mo dinakong tsa segompieno, batho ba tsile ka methale e e farologanyeng ya go natefisa morogo o. Mme Seidisa o tlhalositse fa a tswakanya morogo o le tamati le diloko tse di natefisang tatso. O kaile fa a kgona go o tsenya lerotse/lephutshe mme o nne monate le go gaisa. Mme Seidisa o supile gore fa go sena mahura, o kgona go o tsenya mashi a lebese kana boupi jwa borotho. O supile fa go sena beke e e fetang a sa shabe ka one. O kaile fa theko ya nama e ile tlase mo lapeng la gagwe, e bile morogo o na le bokgoni jwa go sireletsa mmele mo malwetseng go na le nama. BOKHUTLO health 6 Mzwinila o kopa morafe kemonokeng Mopalamente wa Mmadinare e bile e le tona wa tlhokomelo lefatshe le kgopho ya metsi a a leswe, Rre Kefentse Mzwinila o kopile morafe go tsenya letsogo mo maitekong a a dirwang ke banana ba Mmadinare. Rre Mzwinila o ne a bua kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba Mmadinare Meat Festival go abela bana ba le lesome dijo le didirisiwa tsa go tlhapa kwa kgotleng ya Mmadinare. O tlhalositse fa a ne a nna le kgatlhego fa banana bangwe ba Mmadinare ba supa fa ba na le mogopolo wa go dira moletlo ka paseka kwa ba tlaa bong ba kopana teng e le banana go bua ka dikgang tse di ba amang le ka fa ba ka tlhabololang motse wa bone ka teng. Rre Mzwinila o tlhalositse fa moletlo wa Mmadinare Meat Festival o simologile ngogola mme o setse o supa kgatelopele ka go kgaogana lemme le ba le boneng le ba ba tlhokang a re se, se supa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko. O supile fa serodumo sa moletlo oo, se gola ebile o setse o gapile maikutlo a ba le bantsi ka ba supile kgatlhego go tsena moletlo mo nakong e e tlang. Rre Mzwinila a re se se dirilweng ke banana ba Mmadinare Meat Festival, ke go supa kgolo le boikarabelo mo go tlhabololeng motse wa bone le go ama matshelo a ba ba tshelang le bone mme a kopa dikompone go ba ema nokeng. Mongwe wa barulaganyi ba moletlo, Mme Mositi Othusitse a re keletso ya bone ke go ngoka banana ka dipalo tse dintsi, maitlamo magolo e le go fokotsa botlhoka tsebe jo bontsi ka nako ya paseka. Mme Othusitse o tlhalositse fa moletlo wa meat festival o sa rotloetse banana go dira ditiro dipe tsa go tlhoka tsebe mme maikaelelo e le go rutana ka tsa ngwao le tse di amang matshelo a bone. O supile fa go abela ba ba tlhokang e le tshimologo ya tse dintle tse ba eletsang go di direla banni ba Mmadinare le metse e e mabapi. A re moletlo ga o solegele banana molemo ba le nosi, mme le bagwebi ba ba botlana ba nna le sebaka sa go rekisa. BOKHUTLO society 9 Kabo ya dithendara e tsamaisiwa sentle Mogolwane kwa khamphaning ya GNS Civils o akgotse lephata la ditsela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng ka fa ba tsamaisang ikopelo ditiro tsa go dira ditsela ka teng. E rile a bua mo potsolotsong bosheng kwa Khudumelapye kwa ba neng ba ile go bontshiwa tsela ya Letlhakeng/Khudumelapye, Rre Oesi Tidimane o ne a akgolela lephata leo tsamaiso ya lone ya go ba bontsha ditiro tse ba batlang gore di ikopelwe ka jaana go tlaa ba fa lesedi la dikgwetlho tsa tiro eo pele ga ba e kopa. Rre Tidimane o tlhalositse fa dikhamphani ka bontsi tse di ikopelang ditiro tsa go tshela ditsela karabole e le tsa banana mme phadisanyo e le mashetla ka jaana di le dintsi. O tsweletse ka go supa fa bukana e e rekisiwang ya dithendara e e supang gore go rekisiwa kae leng e le botlhokwa thata ka e supa se rakonteraka a tshwanetseng go se dira e bile go ka dira gore mongwe le mongwe a kgone go nna le sebaka sa go ikopela tiro go sena sekgoreletsi sepe. O kaile fa go tsamaisa kompone go le bokete ka bontsi ja dikompone e le tsa banana mme sebe sa phiri e le gore bontsi jwa tsone di simolela mo legoelelelng go sena madi, selo se a reng se dira gore di goge bokete. E rile a tswa la kgothatso Rre Tidimane a kopa beng ba dikonteraka botlhe go nna dipelo di telele ka e se mongwe le mongwe yo o ka thapiwang go dira tiro. O tsweletse ka go kopa beng ba dikonteraka go kopa dithuso mo go ba ba kileng ba kgona go dira ditiro tsa mofuta oo ka dilo makwati di kwatabolotswa mo ga ba bangwe. O supile fa go ikopanya ga bone go ka ba tswela mosola ka e bile go ka ba fokoletsa ditshenyegelo. economy_business_and_finance 3 Balwetse ba diphilo ba tlhoka thotloetso Maloko a lekgotla la batho ba ba tshelang ka bolwetse jwa diphilo ba re lekgola la bone le tlhoka tlhotoetso ka seo se ka thusa bao ba ba tshelang ka bolwetse jwa diphilo go tshela lebaka le le telele. Se se builwe ke moanamisa mafoko wa lekgotla le, Rre Lesego Botiloeng, fa ba ne ba simolodisa lekgotla la bone semmuso mo Gaborone bosheng. Rre Botiloeng o ne a re bolwetse jo bo sekasekwe, e be bo fiwa dithuso tse di lekanang fela jaaka bo HIV/AIDS. O ne a re ba tshwenngwa ke gore le ntswa bolwetse jwa diphilo bo tsweletse boa ma bontsi, dithuso di santse di tlhaelela kgakala, a re mo bogompienong balwetse ba botlhoko jo, bona thuso ko kokelong ya Nyangagwe le marina fela, ntswa balwetse ba gasame le lefatshe lotlhe. “Ba bangwe ka letlhoko la madi le boroko mo mafelong a mabedi a, ba felela ba tlogela kalafi e be ba feletsa ba tlhokafetse.” Rre Botiloeng o ne a re le gone mo Gaborone ga go motlhofo a re kalafi ya bone e dirwa le bosigo a re go le gantsi fa molwetse a sena go alafiwa o palelwa ke go boela lwapeng, mme ka jalo a felele a robala mo ditilong, a re go k abo go ne go le botoka fa lekgotla la bone le ka bo le ne le na le koloi go thusa balwetse ba ba senang sepalamo. Moanamisa mafoko o ne a re gore ba kgone ba fitlhelele maikaelelo a bone ba tlhoka go thusiwa ka ofisi, koloi le madi. O ne a re ba solofela gore dikompone di tlaa anapa dikgwatha tsa bone go thusa goromente, ka goromente a le esi a ka se kgone. Rre Botiloeng o ne a re ba eletsa go bona dikokelo tsa ko dikgaolong tse di farologaneng di na le fa go thusetswang balwetse ba diphilo ka se, se ka fokotsa mathata a go tlogela kalafi. Rre Botiloeng o ne a re ba eletsa gore lefatshe la rona le anywe mo mafatsheng a mangwe go bona gore ba dira jang gore balwetse ba bone ba tshele lobaka lo lo leele. O ne a re Batswana ba e le tlhoko tlhoko dikai mme ba iketeeletse ko go ba bongaka nako e le teng. O ne gape a re o kopa gore bahiri ban ne le kutlwelo botlhoko mo balwetseng b aba letelele go tsaya kalafi, e seng go ba koba motirong. E rile a ntsha la gagwe modulasetilo sa lekgotla le Kitso Otlogetswe, o ne a re lekgotla le le tlhamilwe ke balwetse ba labile letlhoko la bone, a re ntswa go ntse jalo ba tlhokana le bao ba e seng balwetse. One a a re ntswa lekgotla le le tlhamilwe ka Ngwanaatsele ngwaga e e fetileng, ba setse ban a le maloko a le 100, botlhe e leng balwetse. Rre Otlogetswe ne are go a ama go bona bagolo ba tlogetse malwapa ko magaeng ba latile kalafi mo Gaborone, a re tota mo gompienong seemo se ka bo se setse se tokafetse O ne a re keletso ya bone ke go bona kanamiso ya ditirelo tse di thusang bangwe ka bone, a re mo bogompienong bontsi bo tshela ngwaga tse tlhano e be ba tlhkafala, mme a re bobotlana ke jone bo bakang se. E rile a tshwaela la gagwe Seboifeng Matsietsa o ne a re ka Setswana se re moroto wa esi ga o ele, le bone ba tlaa nna le lentswe go na le fa mongwe le mongwe a ipuelela a le nosi. O ne a re bolwetse jo fela jaaka a mangwe a a tswhenyang bo a gola, mme e bile a re se, se tlhoka go tsibogelwa. Rre Matsietsa fa a gola o ne a itse e le bolwetse jwa bagolo mme a re o lemogile gore tot abo ama botlhe, a re go a ama go bona ngwana a tlhatswa diphilo. O ne are bangwe ba tlhokafetse fa gongwe e le diphoso tsa molwetse mme fa gongwe e le tsa ba bongaka. O ne a re go santse goo tlhoka go rutiwa Batswana ka bolwetse jo.BOKHUTLO health 6 Wa o esi ga o ele Balemi ba masimo a Setatse mo kgaolong ya Palapye ba gakolotswe go ipopa ditlhopha gore ba kgone go ikinola mo lehumeng le go ipelega go na le go baya fela mo pusong. Se se builwe ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya mo phuthegong ya kgotla kwa masimong ao, morago ga go ba lekodisa ka tse ba ka di dirang go itshetsa, jaaka go rekisa phane ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma, fela jaaka bomme ba ba dirang semoto sa borotho ba Palapye. A re sengwe gape se ba tshwanetseng go se dira ke go kwadisa temo ya bone, le gore morago ga go roba ba itsese molemisi ka di-tswa temong tse ba di boneng ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD. A re seo se ka thusa puso go kanoka maduo a lenaneo leo sentle. O ne gape a re e re morago ga temo mongwe le mongwe a ntshe kgetsi ya mmidi, mabele, dinawa le manoko di rekisediwe BAMB, ba tle baa reke ege go na le go hirisa diege. A re le bone e ka re morago ga temo ba e hirisetsa batho ba e direla madi a a ka e baakanyang fa e senyegile. Rre Goya a re joo ke jone boipelego jo puso e bo batlang. A re kgang ya loruo lolo senyang mo masimo e ka fedisiwa ka go agelela masimo a bone otlhe ka fa tlase ga lenaneo la cluster fencing. A re monate wa lone ke gore fa ba agelela puso e ya go ba duelela go itirela terata eo e bo e ba epele le sediba tota. Sengwe gape se a neng a re ba ka se dira ke go ipopa ba ithekela motshine o o silang lotlhaka, mme ya re morago ga thobo ba o amogana ba silela loruo lwa bone. E rile a akgela, Rre Boitumelo Tshotlego a re dituelo tsa temo di a diega, a bo a re dipaka di fetogile, paka ya go bolodiwa ga letsema le yone go fetolelwe kwa go bo Lwetse, e seng Phalane jaaka e le tlwaelo. A re a puso e busetse makidi a mo malapeng, a re lenaneo leo le ne le thusa batho go dika mo masimo ba sa kojwe ke lenyora. A re makidi ao a kgona le gone go siela dihutshane le ditonki metsi. Rre Tshotlego a re puso e fe balemi sebaka sa go duela ka go kgaoganya seabe sa bone sa madi a terata ya masimo ka e se botlhe ba ba ka kgonang go a ntsha gangwe fela. Rre Joshua Ramatshotshoba ene one are a puso e thuse, batho ba beile ma Zimbabwe mo malapeng a bone ba ba tseneng e se ka fa molaong. Mme Martha Seshoba one a rotlowetsa balemi ka ene go lema ka ditselana are go bogadi bo gaufi, le gone gore a ba ise mmu wa masimo a bone kwa ga molemisi goya go tlhatlhojwa gore ba fiwe menontshane e e tshwanetseng mmu ya bone. Phelelo. Erile a ba kgwa dikgaba Rre Goya are ke bone ba diegang go kwadisa masimo morago gat e mo, o ne gape are ma Zimbabwe fa a isiwa ga bone ka koloi ya puso maina a bone a a kwalwa fa b aka boa go bo go lemogwa gore motho yoo ke yo o neng a isitswe o tseelwa dikgato ao a sekisiwa a bo a atlholwa. BOKHUTLO society 9 Pensioners association e agela monni semausu Mothusa motshwarelela kgosikgolo wa Barolong yo mogolwane, Kgosi Mompati Marumoloa, a re go botlhokwa gore batho ba tlogele tiro ba sa ntse ba na le thata ya go ka itirela sengwe. Kgosi Marumoloa o buile jalo ka Labobedi fa badirelapuso ba pele ba ba tlogetseng tiro (Botswana Civil Services Pensioners Association) ba Good Hope ba ne ba abela Rre Mothusi Mooketsane semausu go rokela ditlhako mo go sone kwa Gamajaalela. Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, a re jaaka go ipelelwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ipusa, mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa gore o dirile phetogo efe mo botshelong. A re Rre Mooketsane, yo e leng mo-na-le bogole, o tlaa ipelafatsa ka lerato le a le supediwang ke lekgotla le. Rre Reatile a re lefatshe leno le tswa kgakala le ikaegile ka Modimo a tlatsa ka gore mpho e e filweng Rre Mooketsane ke Botswana Civil Service Pensioners Association e tlaa tokafatsa botshelo jwa gagwe le gone go bo tlhofofatsa le fa e le mo-na-le bogole. A re lekgotla le, le dira tiro ya Modimo a tlatsa ka gore ba supa lerato le a reng ga le a tla ka phoso ka jaana dikereke di tsere matsapa gore lefatshe leno le bone itshireletso kwa ga Mmamosadinyana, mme ga rena kagiso. Rre Reatile o kgothaditse ba ba abang go tswelela ka mowa oo, le gone gore ba o fetisetse kwa dikokomaneng, gore go nne le seo ba gopolang bagolo ka sone. O tsweletse a re ba lekgotla la Botswana Civil Service Pensioners Association ba nne ba laletsa Modimo, ba tshele ka thapelo gore tsotlhe tse ba eletsang go di dira ka lorato di atlege,ba dire ka matsetseleko a magolo. Modiri wa kwa ofising eo ya tsa ipapatso Mme Itumeleng Manthe o ne a tlhalosa gore madi a boloko ke masome a matlhano a dipula a tlatsa ka gore mongwe le mongwe fela yo o tlogetseng tiro o kgona go inaakanya le lekgotla le. A re lekgotla le le thusa thata mo go tsa diphitlho a re ba bereka le makalana a mangwe a tsa poloko ya madi, go akaretsa Botswana Life, Metropolitan le ba Liberty go tokafatsa madi a diphitlho a a reng a kwa tlase fela thata mme ba ne ba buisana le bone mme ba oketsa madi ao. E rile a amogela mpho eo, Rre Mooketsane o ne a supa gore ba Botswana Civil Service Pensioners Association ba sa le ba tswa kgakala ba mo eme nokeng a bolela gore ba ne ba mo abela didirisiwa tsa go roka ditlhako, mme jaanong ba mo abela semausu gore le fa go le pula kgotsa letsatsi go bo go na le se se mo sireleditseng mme a tsweletse le tiro ya gagwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Annetswe o ikemetse ka nao E rile go utlwa ka mananeo a farologaneng a nyeletso lehuma, a maikaelelo a one e leng go inola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo le gone go ba rotloetsa go itirela ka diatla, bangwe ba ne ba seka ba ikgogela morago go ikopela dithuso ka mangwe a mananeo a. Mme Gaitewe Annetswe, yo o dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, wa kgotla ya Malakanagore kwa motseng wa Nata, ke mongwe wa ba ba ikopetseng lenaneo la go apaya borotho. A re o apaya borotho go rekisetsa banni ba motse wa Nata. Mo puisanong bosheng, Mme Annetswe o boletse fa a tsene mo lenaneong le ngwaga o o fetileng o fela, a tlatsa ka gore o ne a simoloa kapei ngwaga o o simologa, a apaya manyonyomane le diphaphatha. Mme Annetswe o iteetse lenaneo le legofi a re fa e sale a simolola kapei le ene o kgona go oba letsogo le botshelo mo lapeng bo fetogile, ga go tshwane le maloba a tshela ka go kopa. A re pele a simolola kapei o ne a tsenelela ithutuntso e e neng e rulagantswe ke bo mmaboipelego ba kgaolo. A re ka ithutuntso eo, o amule go le gontsi ka jaana ba rutilwe go apaya borotho ka go farologana, metlhale ya go tsamaisa kgwebo le gone go tshwara bareki ka tsela e e amogelesegang, a tlatsa ka gore ba ne gape ba rutwa ka botlhokwa jwa go apeela mo tikologong e e phepa. O bile a bolela fa tirisano mmogo le bommaboipelego ba kgaolo e le kwa godimo ka jaana gangwe le gape ba tla go lekola kgwebo le gone go mo thusa go rarabolola dikgwetlho tse di tlhagogang le gone go nna ba mo tiisa moko. A re kgwebo e tsamaya sentle, a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go dira ka natla go e atolosa le gone go apaya marotho a mangwe ka go farologana gore a kgone go kgotsofatsa bareki ka go farologana. A re se se mo itumedisang ke gore kapei ya borotho ga e dingalo gape ga e tlhoke sepe se sekalo ka jaana o dirisa dikgong. A re ka nako tse dingwe o a tle a bone sebaka sa go apeela badiri ba Ipelegeng mme a bone dipoelo tse di botoka. Mme Annetswe o gakolola Batswana ba bangwe go supa kgatlhego tebang le mananeo a nyeletso lehuma, a tlatsa ka gore ba lebelele pharologanyo e mananaeo a e ka a dirang mo matshelong a bone. A re se se mo kgatlhang ke gore moikopedi o fiwa sebaka sa go itlhophela lenaneo le a ka le tsayang a lebile bokgoni jwa gagwe. Go sale foo, senatla se ga se a ikaega fela ka kapei ya borotho, a re ke motho wa go nna a tshwaratshwara ka diatla a dira ditiro di tshwana go bapala bojang a bo rekise ka maikaelelo a go oketsa dipoelo tsa borotho. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Galaletsang Re a Nyalana - Maele Lenaneo la Re a Nyalana le botlhokwa mo Batswaneng ba ba nang le keletso ya nyalo mme ba se na ditlamelo tsa go nyala. Tona wa tsamaiso lefatshe, metsi le kgopho ya metsi a a leswe, Rre Prince Maele a re o ne a bua jalo kwa Maape kwa ba mokgatlho wa Re a nyalana ba neng ba nyadisa manyalo a le masome a mane le boraro a batho ba ba neng ba nna mmogo ba sa nyalana go tswa mo dikgaolong tse di farologanyeng tsa Tswapong. Tona Maele a re lenaneo le ga le a tshwanelwa go nyadiwa, fa e se go galalediwa le go tlotlwa. A re le fa bangwe ba e tsaya lolea, Re a nyalana a thusitse batho ba le bantsi. A re batho ba le bantsi ba ba tshelang mmogo ba sa nyalana ba iphitlhela ba le mo mathateng a mantsi, bogolo jang fa bakapelo ba tlhokafala. A re bangwe ba amogwa ditshwanelo le dithoto tse ba di bereketseng ka thata ke ba masika. A re bangwe ba batsadi ga ba na dithata tse di rotloediwang ke molao fa go tla mo go tlhokomeleng bana. Tona Maele a re lenyalo la Re a nyalana le tlaa tlhofofaletsa ba le bantsi botshelo. A re botlhokwa jwa Re a nyalana ke go fokoletsa batho dikoloto tsa lenyalo fa mo letlhakoreng le lengwe le ba neetse seriti. O ne a kgothatsa banana go inaakanya le lenaneo le a re le fa ba sena madi a nyalo, le bonolo go dirwa ka le sa batlane le go adima madi a dijo le tse dingwe tse di ka dirisiwang mo moketeng wa lenyalo. Tona Maele o kgothaditse banyadi gore ba tshwanetse go emelelana le diemo tsotlhe mo nyalong. A re go na le dilo tse di ka nonotshang kana tsa koafatsa lenyalo, ka jalo banyalani ba tshwanetse go nna ba itisitse go emelelana le diemo tseo tsotlhe gore ba kgone go nonotsha lenyalo go na le go letlelela diemo tseo. Tona Maele o ne a kgothatsa banyalani go itsamaisetsa manyalo ka fa ba eletsang malapa a bone a nna ka teng go na le go utlwa ka batho. A re go dira jalo go ka ama lerato mme go thube lelwapa. O ba kopile gore fa go tla mo lenyalong, ba dirise botlhale go na le dikgakololo tsa ba bangwe. O kopile gore fa go le bothata mo lwapeng, monna le mosadi ba buisanye ka dikgang tseo mme ba di rarabolole boo babedi. A re go buisanya ke molemo o mogolo mo nyalong. Mongwe wa banyadi, Mme Gabantogele Mangadi o ne a supa ka monyenyo fa lenaneo leo le mo letlile go nyalwa morago ga go nna le monnamogolo wa gagwe dingwaga tse di masome mabedi. A re ba ntse mmogo ka lebaka le le leele ba sa nyalana ka gore ba ne ba se na madi a lenyalo. Rre Keolebogile Maake o ne a iteela legofi lenaneo la Re a nyalana a re ke tsela e puso e tlhofofaletsang Batswana ba le bantsi morwalo wa lenyalo ka yone. O ne a gwetlha ba bangwe go le sola molemo. Rre Maake a re o ne a tshela le mosadi wa gagwe ka boleele ba sa nyalana. A re go nna mo botsalanong kwa ntle ga lenyalo go ne go le botlhoko ka dinako tsa merero ka ba ne ba kgaphelwa ntle, seo e le tsamaiso ya Setswana. BOPA society 9 Dikomiti di lela ka dikoloto Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Mosweu, Mokokwana le Maunatlala di lela ka bahirisi ba ba bonya go duela matlo a boroko. Badula ditilo ba dikomiti tse, ba ntshitse matshwenyego mo potsolotsong bosheng. Ba tlhalositse fa ba kolotiwa diketekete tsa dipula, selo se ba reng se phirimisa ditoro tsa bone tsa go ka tsweledisa ditiro tsa ditlhabololo tsa metse ya bone. Ba tlhalosa fa go hirisa matlo e le nngwe ya ditsela tsa go dira madi aa thusang mo ditirong tsa ditlhabololo. Modulasetilo wa komiti ya Mosweu, Rre John Modipe, o boletse fa ba na le matlo a boroko a roba-bobedi le a le mane a e leng marekisetso. A re sekoloto sotlhe sa matlo a go tsweng kwa ngwageng wa 2014 se feta dipula tsa dikete tse di lesome le motso. Rre Modipe o boletse fa bontsi jwa dikoloto tse bo dirwa ke beng gae, selo se a reng se ngomola pelo le gofeta ka a re ke bone ba tshwanetseng go nna sekao sa tse di molemo. O boletse fa sekoloto se, se ba ketefaletsa go tlhabolola matlo a mangwe. Kwa Maunatlala gone, go kolotiwa dikete tsa dipula di le supa go tsweng kwa ngwageng wa 2016 mme maiteko a go phutlha dikoloto ga a tswe dipe. Motshwara madi wa komiti eo, Mme Maipelo Medupi, o boletse fa bontsi jwa ba ba kolotang ele badirela puso bangwe ba ba direlang kwa motseng oo. O tlhalositse fa ba na le matlo a boroko a le masome a mabedi le boroba bongwe. A re maikemisetso a bone ke go lwantsha letlhoko la boroko segolo jang mo badirela pusong ba ba tswang kwa ntle, mme jaanong sebe sa phiri ke gore badirela puso bangwe ba moriti o tsididi ka dituelo. Mme Medupi o boletse fa mo bogompienong ba kgonne go ntshafatsa matlo a bone ka madi a ditlhabololo a a kgaoganngwang ka metsana mme ba sa kgona go a feleletsa bakeng la tlhaelo ya madi. Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesolo, le ene o supile fa dikoloto tse, e le poelo morago mo go tsa ditlhabololo. Mokhanselara o ne a akgola maitlamo a komiti a go tlhabolola metse. A re kemo nokeng ya banni ba metse eo, e e ka dira gore setshaba le komiti ya ditlhabololo ba nne le neelano ya merero ya ditiro tsa ditlhabololo. Mme Lesole o kopile dikomiti gore di seka tsa letlelela gore madi a phiriso a kokotlegele ka a re madi a a lopiwang ka kgwedi ke a eseng a sepe mme fa motho a ka a leseletsa sekoloto sa teng se ka felela se mo ketefalela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 BDP e tshwara ditlhopho tsa peo letlhokwa E re ka go setse malatsinyana fela gore phathi e e busang ya Domkrag e tshware ditlhopho tsa peo letlhokwa, bontlhopheng ba dikgaolo tsa bopalamente le tsa dikhansele ba tsweletse ka go tsena ntlo le ntlwana go kopa batho go ba tlhopha mo ditlhophong tse di tla tshwarwang ka Matlhatso. Mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba, ba ba tlaa lwang ntwa ya dira ga di bonwe mo ditlhophong tsa bopalamente, ke mopalamente wa nako eno Mme Botlogile Tshireletso, mokhanselara wa Mmaphashalala/Dovedale Rre Neo Magowe, mokhanselara wa Pallaroad/Dibete, Rre Lazarus Lekgoanyana, mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Shakwe/Taupye, Rre Edward Moganana le leloko la komiti ya Botswana Football Association, Rre Ernest Nthobelang. Kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong go tlaa mekamekana mopalamente wa nako eno Rre Phillip Makgalemele, mopalamente wa pele wa kgaolo eo Rre Duke Lefhoko; mopalamente wa pele wa kgaolo ya lesoso Rre Modibedi Robi le Rre Tibe Tibe; fa mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima mopalamente wa nako eno Rre Bernard Bolele a tlaa phadisana le Rre Joseph Molefhe. Mekwalo ya dipampiri tse di tswang kwa ofising kgolo ya phathi ya BDP kwa Gaborone e bolela fa kgaolwana ya bokhanselara ya Makwate-Taupye e tlaa lwelwa ke bontlhopheng ba bokhanselara ba le boferabobedi, fa kgaolwana ya Xhosa I yone e tlaa lwelwa ke batho ba le barataro; kgaolwana ya Mmaphashalala-Pallaroad ba le barataro; Kudumatse- Mokoswane ba le bane; fa dikgaolwana tsa Mookane le Boseja-Flowertown nngwe le nngwe ya tsone e tlaa lwelwa ke batho ba le bararo. Mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, kgaolwana ya Mahalapye Bokone e tlaa lwelwa ke bontlhopheng ba le lesome le bobedi; Madiba e tlaa lwelwa ke batho ba le lesome le bongwe; dikgaolwana tsa Parwe le Mahalapye Borwa tsone di tlaa lwelwa ke batho ba le boferabobedi nngwe le nngwe ya tsone; Nagakaagae ba le supa; fa dikgaolwana tsa Dilaene le Mahalapye legare di tlaa lwelwa ke batho ba le botlhano nngwe le nngwe ya tsone; fa ya Tshikhinyega e tla mekamekanelwa ke batho ba le bane. Kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong kgaolwana ya Dibete e tlaa lwelwa ke batho ba le barataro; Otse/Kodibeleng le yone e tlaa lwelwa ke batho ba le barataro; Kalamare le yone fela jalo, ba le barataro; mme ya Shoshong Borwa yone e lwelwa ke batho ba le batlhano; fa dikgaolwana tsa Shoshong bokone le Mmutlane/Bonwapitse nngwe le nngwe ya tsone e tlaa lwelwa ke batho ba le bane; Mosolotshane e tlaa lwelwa ke bontlhopheng bale bararo. Ka nako ya kgang e e kwalwa, go ne go ise go itsiwe gore dipampitshana tsa ditlhopho tsa mapalamente di tlaa balelwa kae ka jaana tsa makhanselara tsone di ya go balelwa mo dikgaolwaneng tsa tsone. BOKHUTLO politics 7 Moroki o lela ka mmaraka Moroki wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye a re o tshwenngwa ke letlhoko la mmaraka mo motseng wa bone. Mme Dikabo Mokoko o boletse fa ba tsweletse sentle mo kgwebong ya go roka mathata a matona e le letlhoko la bareki. Fa a bua mo potsolotsongbosheng, Mme Mokoko o boletse fa ba bona bareki gantsi go tswa kwa merakeng le ntswa ba dira ditiro tsa madi a mabotlana jaaka go baa didibo. A re go ntse go le boima mo kgwebong e sale batho ba fudugela kwa masimo ka ele bone ba a solofelang go bona theko mo go bone. O tsweletse ka gore selelo sa gagwe se setona ke go bo ba berekela leokwane le ba le dirisang go fetlha motlakase, a gatelela fa metshine e ba e dirisang e le metona ka jalo e e ja leokwane phetelela. Mme Mokoko o lela sa ga ragele ka batho ba ba tsisang dilwana go tla go rokiwa mme ba di tlogelele ruri, fa ba bangwe ba di tsaya morago ga dikgwedi ba setse ba itlhobogile. O tsweletse ka go bolela fa ba setse ka mokowa wa dilwana tsa batho, a re se, ke tatlhegelo e tona mo go bone. E re le ntswa go ntse jalo, a re mo go tse dintle ke gore kgwebo ya gagwe e ne ya ikgapela tiro ya go rokela bana ba masiela le batlhoki kapari ya sekole ya mariga kwa sekoleng se sebotlana sa Shakwe. O kaile fa madi a teng a le bogadi bo gaufi ka jalo a kgona go thusa go kgarametsa mo kgwebong le go inamola mo lehumeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banni ba akgolelwa go dirisa lenaneo la puso Molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang o akgoletse banni ba Mmathubudukwane go dirisa lenaneo la puso la Nyeletso Lehuma a re se se supa fa ba tlhoafaletse go itshetsa. Rre Mochanang o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsherwe ke ofisi ya gagwe kwa Mmathubudukwane ka Laboraro. A re Mmathubudukwane le metse e e mabapi e gatetse pele mo lenaneong la Nyeletso Lehuma mme se se tshwanetse sa iteelwa legofi. Rre Mochanang o tlhalositse fa Mmathubudukwane a setse a na le ditiro tsa nyeletso lehuma di le 80, mme go bereka tse 73 fa di le supa di phutlhame. A re mo ngwageng wa madi wa 2017/18 ba ne ba filwe P4.6 million go thusa baikopedi ba ba eletsang go thusiwa ka lenaneo. O ne a tlhalosa fa ofisi ya boipelego e bereka ka natla go netefatsa fa e thusa baikopedi ka nako le go ba kanoka. Rre Mochanang o ne a rotloetsa banni go dirisa lenaneo le ka le ntsha maduo a a bonalang e bile le thusa ka go tlhama mebereko mo motseng. A re lenaneo le, le namotse batho ba le bantsi mo lehumeng la nta e tshetlha mme e bile maduo a lone a a bonala. O ne a tlhalosetsa banni gore puso e leka ka gotlhe go tshegetsa le go bapatsa dikgwebo tse di thusitsweng ka lenaneo gore ba kgone go bona madi a go itshetsa. A re puso e tsaya dikgwebo tsa Nyeletso Lehuma ka tlhoafalo ka go ba fa sebaka sa go gweba fa puso e na le tiro e bile mo ke tsela nngwe ya go rotloetsa dikgwebo tsa bone. E re le ntswa banni ba iteelwa legofi ka go nna le karolo mo lenaneong, molaodi o ne a supa fa a itemogetse gore bagwebi ba dira ditiro tse di tshwanang jaaka tsa kgwebo ya ditente le ya go apaya borotho. Rre Mochanang o ne a rotloetsa ba ba eletsang go akola lenaneo le go tla ka mefuta e mesha ya kgwebo gore ba nne pharologanyo mo go ba bangwe. A re ba ikgolaganye le ba ofisi ya boipelego go itse ka fa lenaneo le berekang ka teng le go ikwadisa. Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a rolela mafoko a molaodi hutshe a re go a itumedisa fa go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba thusitsweng ka lenaneo. A re se se supa fa banni ba leka ka thata go nyeletsa lehuma le go itshetsa ka mohuhutso wa diphatla tsa bone. Kgosi Balebetse o ne a rotloetsa banni go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ka go supafala fa a ntsha maduo. Monni yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Benjamin Ratsie o ne a leboga molaodi go ba fa pego ka lenaneo. A re o ne a thusitswe ka dikoko tsa mae, mme o ne a itemogela fa di tlhokana le go fiwa dijo tse dintsi mme se ya nna kgwetlho mo go ene. O ne a eletsa fa Molaodi le ba ofisi ya Nyeletso Lehuma ba ka thusa ba ba thusitsweng ka dikoko go fiwa dijo tsa dikoko dikgwedinyana ka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo. economy_business_and_finance 3 Sephiri o itshetsa ka motlopi Go itshetsa ka diatla ke maiteko a mantle a go imolola puso le go supa botshelo le gone go tumisa leina la gago ka tiro e e manontlhotlho e o e direlang banni ba tikologo ya gago. Mme Babie Sephiri wa kgotlana ya Borakanelo kwa Tsabong o itshetsa ka go dira kofi ya motlopi. O buile mo potsolosong fa a simolotse kgwebo ka 2011. A re o ne a setse a kgonnwe ke go reka kofi mo mabentleleng mme a nna le maikaelelo a go e itirela ka a ne a sale a itse ka fa e dirwang ka teng a rutilwe ke mme mmaagwe.O boletse gape fa a tsamaya a sikere kofi eo go e rekisetsa banni, le go e bapatsa mo go ba ba sa e itseng. A re o rekisa selekanyo sa kopi ka dipula tse some.O supile fa bontsi bo e kgatlegela mme e bile ba kaya fa e le monate thata. O ne a bolela fa e rekwa thata ke batho ba ba tswang dikgaolong di sele ntleng le Kgalagadi. Le fa go ntse jalo a re mo go bakwa ke gore e rekisiwa ke batho ba le bantsi.A tlhalosa fa mme mmaagwe a mo rutile gore go tshasiwa mafura a le mmannye a a senang monkgo o montsi mo pitseng gore e seka ya ngaparela le go sha. A supa fa se se itsa gore e nne le mafura a mantsi a a bonalang fa go setse go tlhatlheilwe.O boletse fa kgwebo e e mo thusa thata ka a kgona go reka dijo le melora ka madi a yone kgwedi le kgwedi go di dirisa le ba lelapa la gagwe ka a sa bereke gope. Mme Sephiri o ne a bolela fa a tsaya dithito tseo kgakala le motse. A re o gakolola badiri ba kofi go nna ba katela mesima fa ba sena go epa. One gape a kopa banni ka kakaretso go dirisa metlopi ka kelotlhoko a re go sa direng jalo go ka dira gore ditlhare tseo di nyelele mme go ba paledise go tswelelela ba itshetsa jalo le gone go tla a tlogelela bana dikgwebo,boswa le go ba tlhokisa kitso ya dijo tsa ngwao. A re keletso ya gagwe ke gore Batswana mo lefatsheng ka bophara ba itse kofi e le gore ba e dirise ka a dumela e na le seabe mo botsogong ka e ne e kgethetswe batsetsi bogologolo, go ne go dumelwa fa e phepafatsa mateng a motho. O ne a tlatsa ka gore o gakololwa borre go e nwa ka e ka ba thusa malwetse a tshwana le jwa diphilo. economy_business_and_finance 3 Ba tlhagisiwa go nna keletlhoko kwa Khawa Bakgweetsi, le setshaba ka kakaretso ba kopilwe go kgweetsa ka keletlhoko mo malatsing a a tlang a Khawa Dune Challenge a a tla tshwarelwang kwa Khawa go simologa kgwedi e e tlang e rogwa go fitlha e tlhola malatsi a le mararo, go thibela dikotsi tsa tsela. Se, se builwe ke mookamela mapodise a Middlepits Superintendent Moses Chibamo mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang . Superintendent Chibamo o tlhalositse fa go tlaa bo go na le batho ba le bantsi go ya go iphokisa phefo le ba masika a bone kwa moletlong oo wa Khawa Dune Challenge. Rre Chibamo o kopile bakgweetsi go dirisana sentle le mapodise ka ba setse ba simolotse go ipapana ka go dira dikganedi tsa tsela, go tlhomamisa gore molao wa tsela o a obamelwa, a kaya fa ba tla tseela dikgato botlhe ba ba tlaa o tsuololang. Mookamela mapodise a Middlepits o kaile fa tsela ya Tsabong/Middlepits e le ya sekontere mme a re, go simologa kwa Khuis go ya Khawa gone ke tsela e e lekgwarapana e e ka nnang dikhilomithara di le masome a fera-bobedi. Superintendent Chibamo o tlhagisitse bakgweetsi gore ba seka ba tsamaya bosigo ka tsela eo e na le diphologolo le loruo lo lontsi lo lo gobeyang mo go yone. A re, gape e borai ka e tsosa lorole lo lo ntsi thata lwa motsamao wa dikoloi. O kopile bakgweetsi gore ba seka ba kgweetsa ba nole bojalwa le gone go pega morwalo o o feteletseng mo dikoloing tsa bone. A re,bakgweetsi ba obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe gammogo le go kgweetsa ka lobelo lo lo lekanetseng. O ba gakolotse gore ba tlhomamise pele fa ba emelela mo maetong a bone gore a dikoloi tsa bone di itekanetse sentle. Rre Chibamo o kaile fa tsela ya Khawa gape e siametse go tsamaega sentle ka dikoloi tse di bulegileng tsa motlhaba e seng tsa di mmotorokara. Superintendent Chibamo o gakolotse setshaba go ela tlhoko gore ba seka ba gasa-gasa matlakala gongwe le gongwe kwa motsing wa Khawa, ka seo se ka kgotlela tikologo le gone go senya bontle jwa ditotoma tsa mmu. Rre Chibamo o kopile setshaba go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo malatsing ao,a tlatsa gape ka go tlhagisa bakgweetsi bogolo jang ba dithuuthuu gore ba seka ba tshamekisa dikoloi tsa bone mo gare ga batho ka go le borai e bile go na le kgonagalo ya go baka dikotsi, selo se a reng e le mapodise ba ne ba se itemogela mo nakong e e fetileng.Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Temo e ka nyeletsa lehuma Mongwe wa balemi kwa masimong a Mmakanke mo kgaolong ya Kweneng, Mme Dineo Ithuteng wa dingwaga tse di masome a supa le bongwe (71), a re temo e botlhokwa thata mo botshelong. A re bangwe ba lemela kgwebo go itshetsa, ka temo e na le dipoelo tse di bogadi bo gaufi, fa ba bangwe ba lemela go jesa malwapa a bone. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Ithuteng a re one a lemile dihekere di le pedi ka P2 000 mme o jwetse magapu, ntshe, makgomane, mmidi, dinawa le ditloo. A re o itumelela gore nako tsotlhe temo e mo fa dipoelo, ka a rekisa bontlha bongwe le go ipeela, selo se a reng se mo tiisa moko le go feta gore a tswelele a lema ngwaga le ngwaga. A re o tswa goo-lowe a lema ka Sedimonthole ka a lemogile gore fa a lemile nako eo, dijalo ga di nne le mathata a mantsi a seemo sa loapi. Mme Ithuteng a re temo o e thusiwa ke bana, a tlatsa ka go re dijalo tsa gagwe di ile tsa nna lesego thata ka di ne tsa seka tsa tlhaselwa ke diji. A re e re ntswa a bone thobo e e nametsang, o ne a senyediwa ke dikgomo le dipodi tsa meraka e e gaufi. A re seo se ne sa dira gore a leme fale le fale gape go thiba tshenyo eo. A re kgwetlho e nngwe e nnile go sha ga legora la tshimo lotlhe ka nako ya fa dijalo di ne di sa le dinnye, mme o ne a patelesega go reka terata go agelela tshimo. Le fa go ntse jalo, a re o ikaelela gore mo dingwageng tse di tlang, a bee ditema ka Ngwanatsele gore a kgone go lema dijalo tsotlhe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dibelang isago ya bana Ba-na-le-seabe mo thutong ba gwetlhilwe go dira ka thata go dibela isago ya bana. Se se buile ke mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Ghanzi, Mme Chockie Letlole, kwa moletlong wa kabo dimpho le kaloso ya bana ba ba kwa tlase ga mophato wa bongwe kwa sekoleng se se botlana sa Kuke ka Labotlhano. Mme Letlole a re ke maikarabelo a botlhe go bona gore ngwana o a atlega mo dithutong tsa gagwe ka go mmaya leitho ka nako tsotlhe le go mo supegetsa tsela. A re ba tshwanetse go rotloetsa boikgapho mo baneng mo dilong tse di akaretsang tlhakanelo dikobo. Mme Letlole a re ke maikarebelo a mongwe le mongwe go bona gore ngwana ga a tlogele sekole go ya dipolaseng. A re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng gore ba kope mekgwa e e siameng mo go bone. O rotloeditse batsadi go isa bana sekoleng ba sa le ba botlana. Rre Tiro Pabalelo go tswa kwa khamphaneng ya Tshukudu Metals Botswana, o supile fa lerato la thuto le maitsholo a mantle a ka isa baithuti kwa mankalengkaleng. Rre Pabalelo o ba gwethile go tsaya sekole ka tlhwaafalo le go reetsa dikgakololo tsa barutabana le batsadi gore ba fitlhelele ditoro le dikeletso tsa bone. “Se o se lorang, o tlaa nna sone,” Rre Pabalelo a supa a bo a gwetlha batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone. Mogokgo wa sekole, Mme Golebala Kgatitswe, a re erile ngwaga o simologa, bana ba bo ba le 450 mme gompeino ba setse ka ba le 413. Mme Kgatitswe a re seemo se, se atile kwa sekoleng sa gagwe ka se dikaganyeditswe ke dipolase mme bana ba felela ba phuaganya dithuto go latela batsadi ba bone ba ba berekang koo. A re bana ba le supa ga ba a kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa mme a supa batsadi bangwe ka monwana a re ba tlhola le bana kwa marekisetsong a majalwa. O supile fa go nnile le kgolo mo maduong a lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 2017. Morutabana wa maemo a magolwane wa dithuto tsa kaedi le tshidilo maikotlo, Rre Chaotego Abedile o gateletse botlhokwa jwa kabo dimpho, a re ga se go ipela fela le ba ba dirileng sentle, ke tsela ya go kgothatsa ba ba saletseng kwa morago go iteka. BOKHUTLO education 4 €˜Ikgapheng mo dikotsing tsa tsela’ Mookamela mapodisi a pharakano a Tsabong, Assistant Superintendent Itumeleng Maruru o gakolotse setshaba go iphemela mo dikotsing tsa tsela mo malatsing a boitapoloso a ga Tautona a a tlang beke e e tlang. Assistant Superintendent Maruru o boleletse O ne a tlhalosa fa mapodisi a pharakano a tshwaraganye le ba sesole ba setse ba eme malala a laotswe jaaka gale ka go dira dikganedi tsa tsela go simolola kgwedi eno e le lesome le bobedi go fitlhelela e le lesome le bosupa mo kgaolong ya Tsabong go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile. O ne a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe le gone go ikhutsa fa ba lapile go hema dikotsi. Assistant Superintendent Maruru o ne a gakolola bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko mo tseleng ya Tsabong-Kokotsha ka e le tshesane, e le dikhuti, le gore gantsi loruo lo gobea mo go yone ka e sa teratelelwa. O boletse fa gape mapodisi ba tlaa bo ba etse tlhoko gore beng ba dikgwebo tsa bojalwa ba tswala le go bula ka dinako tse di beilweng. A re ope yo o tlaa tlolang molao oo, o tlaa di gama a sa di tlhapela. Assistant Superintendent Maruru o ne a supa fa ba tshwenngwa ke bakgweetsi, bogolo jang banana, ba ba kgweetsang ba sena diteseletso, ga mmogo le ba ba kgweetsang ba iphitisitse dino. O ne a kopa batsadi go emisa go neela bana dikoloi ba sena diteseletso tsa go kgweetsa. Rre Maruru o ne gape a gakolola setshaba go tlogela bangwe mo malwapeng go sala ba tlhokometse le gone go dirisa lenaneo la ‘ntebela ke go lebele’ ka le ka ba tswela mosola. Le fa go ntse jalo, Assistant Superintendent Maruru, yo gape e leng mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, o ne a tlhalosa fa gape komiti ya ipabalelo tseleng e tlaa bo e boloditse letsholo la go ruta setshaba ka go ikgapha mo dikotsing tsa tsela mo maemelong a dikoloi tsa setshaba le kwa dikgaisanyong tsa mabelo a dipitse kwa Kokotsha a a tlaa bong a tshwerwe kgwedi e no e le lesome le botlhano. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Marekisetso a Nandos a tswetswe Bareki ba koko ya Nandos kwa Palapye ba a tlhokile a le tlhaeng morago ga gore madirelo ao a tswalwe ka Labotlhano. Seo se tla jaana morago ga gore Mme Ethel Gampone, mong wa madirelo ao, a seka a shafaletswa teseletso ya go tswelela a a dirisa ke ba a neng a gweba ka leina la bone ba Nandos Khan Family. Go sa shafadiweng ga teseletso ya kgwebo, go tlogetse bareki le bodiredi ka kgakgamalo. Marekisetso ao, a ne a thapile badiri ba le masome mabedi le boroba bongwe, go tswa mo mafelong a a farologaneng. Madirelo a sa le a simolotse go dira ka ngwaga wa 2001, a dirisa leina la Nandos ka fa tlase ga ga Khan and Family. Mme Gampone ke ene Motswana wa ntlha mo Palapye go tsamaisa madirelo ao, go fitlha mo nakong eno fa beng ba leina le a neng a gweba ka lone ba le tsaya. Le mororo go ne go na le matshosetsi a gore a ka nna a tswala, go ne ga tla mokwalo wa kgotla kgolo ya boikuelo o o neng wa tlhalosa fa a tlaa tswalwa kgwedi eno e ya fifing. Go ya ka mogolwane wa madirelo ao, Rre Takobana Phillimon, ene le badiri ka ene ba ne ba sala ba hakgametse fela fa a tswalwa ka Labotlhano morago ga gore ba seka ba letlelelwa go reka dithoto tse ba di dirisang, mme ba feleletsa tse di neng di le teng ba bo ba tswala. Rre Phillimon o ne a akgola Mme Gampone go bo a ne a dira bojotlhe go somarela kgwebo e e feletseng e mo tswa diatleng, morago ga gore kgotla kgolo ya boikuelo e ntshe tshwetso ya gore a tswale a bo a busetse leina la kgwebo mo go beng. O ne tswelela a solofetsa babereki botlhe gore ba tlaa duelwa ka fa go tshwanetseng ka teng, fela go ya go tsaya nakonyana ka ba bantsi, mme a ba kopa go nna pelo telele, ka ba setse ba amogetse dikwalo tse di neng di ba tlhalosetsa fa baya go direlwa dituelo tsa bone tsotlhe ka fa tshwanelong. Mme Gampone ene o ne a tlhalosa mo potsolotsong fa seemo se,. se ngomola pelo segolo jang fa a leba banana ba ba latlhegetsweng ke tiro, mme go sena sepe se a ka se dirang ka a ne a tsene mo tumelanong le beng ba leina le a neng a le dirisa gore ga a na a simolola epe kgwebo pele ga dingwaga tse pedi di wela fa konteraka e fela. Mme Gampone a re le ntswa tumelano ya tiriso leina e ne e ya bokhutlong ka Mopitlwe ngwaga o o tlang, o ne a sala a swabile nko go feta molomo fa madirelo a a neng a setse a itshetletse a le mo seemong sa maemo a a kwa godimo e bile a oka setshaba a bo a tswalwa mo nakong e khutshwane. O ne a setse ka dikgwedi di le thataro go wetsa sebaka se a neng a se dumelane le beng ba leina la Nandos. Mo nakong eno, tiriso ya lefelo e sa ntse e le mo maineng a gagwe, fela ga gona se a ka se dirang ka gone gore o tshwanetse go digela sebaka se a se dumelaneng le beng ba leina, a re fa e ne e se ntlha eo o ne a ka tswelela go kopa bangwe go ka dirisa leina la bone go tsweledisa kgwebo. economy_business_and_finance 3 Kereke e abela batlhoki E rile bosheng bomme ba kereke ya Wesele ba ba neng ba le mo bokopanong jwa bomme kwa Lobatse ba abela balwetse ba kokelo ya Sbrana dimpho di akaretsa melora e e tlhapang, melora ya legano, ditlolo tsa mmele le metseto. Fa a amogela dimpho tseo, mooki yo mogolwane kwa kokelong eo, Mme Kgomotso Tidimalo o ne a bolela fa dimpho tseo di supa fa bomme ba tshwara thipa ka fa bogaleng le gone go supa lorato mo bathong ba bangwe. O tsweletse a re le bone e le baoki ba tlaa tia moko ka ba lemoga gore ba tshwaraganetse balwetse le setshaba ka kakaretso jalo a ba kgothatsa go tswelela ka go diragatsa moono wa tautona wa lefatshe leno wa gore go lemogiwe ba ba tlhokileng lesego. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa bomme ba thapelo, Mme Lorato Diphofu a re setlhogo sa bokopano se se reng ‘O fa kae’, se ba gwetlhile gore ba isetse mme mongwe wa mogodi wa Lobatse, yo o nnang fela a rapame mme e bile a nna le morwawe yo le ene e leng motlhoka pono gape a tshela ka bogole merapelo le dijo. Mme Diphofu a re ba dira se go supa fa mokeresete a tshwanetse go nna le mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko. A re kereke e diragatsa lengwe la matshego a setshaba a 2016, e leng la setshaba se se lorato e bile se kgathala ka matshelo a bangwe ka bone. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ipelafatseng ka go abelana - Tlhalerwa Batswana ba gwetlhilwe go ipelafatsa ka go abelana le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Mafoko ao a builwe ke mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Timothy Tlhalerwa fa a rola ntlo ya bo 825 e e agilweng ka lenaneo la mokgosi wa ga Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Kalamare kgwedi eno e le lesome le boraro. Pele ga a rola ntlo eo, Rre Tlhalerwa o ne a re ke boitumelo go bona ba dikole tsa ditiro tsa diatla tsa Mahalapye le Madiba ba lemoga botlhoki jwa mongwe ka bone. Rre Tlhalerwa a re lenaneo la ga Tautona Khama la go aga matlo le diragadiwa ka thuso ya dikompone, mekgatlho le bangwe go tswa mo morafeng ka bongwe ka bongwe. Rre Tlhalerwa a re go molemo go bona ba dikole tsoo pedi ba ile ba itlama go thusa Rre Tshepiso Matsuatsue yo ba lemogileng letlhoko la gagwe ka nako ya fa a le moithuti kwa sekoleng sa tiro ya diatla sa Mahalapye. O tsweletse a rotloetsa morafe wa Kalamare gore tiro e e dirilweng ke dikole tsa ithutelo ditiro tsa diatla go tswa kwa Mahalapye e nne kgwetlho mo go bone gore kamoso ba dire sengwe go thusa bangwe ka bone. “Ke eletsa gore rotlhe re gwetlhiwe ke letlhoko la baagisanyi ba rona, mme re nne le seabe mo go tlhabololeng matshelo a bone.” Rre Tlhalerwa o rotloeditse Batswana go nna motlotlo le go ipelafatsa ka go direla kana go thusa ba ba senang lesego la go nna le thata le ditlamelo tsa go tlhabolola matshelo a bone. Mookamedi wa dikole tsa tiro ya diatla tsa Madiba le Mahalapye, Rre Leabile Phepheng o tlhalositse gore Rre Matsuatsue ke moithuti wa pele wa sekole sa tiro ya diatla sa Mahalapye Brigades, ka jalo ba sale ba lemogile seemo sa gagwe sa botshelo ka nako eo. Rre Phepheng a re ba ne ba seka ba ipona tsapa, ba nna tsebe ntlha go utlwa mokgosi wa ga Tautona Khama wa gore Batswana ba eme ka dinao go thusa ka go aga matlo. Rre Phepheng o lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe gore tiro ya bone e wele jaaka ba ne ba eleditse, a tlatsa ka go re ba kgonne jalo ba tlhotlhelediwa ke mowa wa lorato. A re ba kgonne jalo ka thuso ya dikompone le bangwe go tswa mo morafeng. O supile gape gore baithuti ba pele ba ba neng ba tsena le Rre Matsuatsue ba nnile le seabe mo kagong ya ntlo eo. Kgosi wa Kalamare, Rre Goareng Mosinyi a re go botlhokwa go bona Batswana ba tsweletse ka mowa wa bopelotlhomogi ba abelana. Kgosi Mosinyi a re le fa Tautona Khama a digela lebaka la go etelela pele e le Tautona kgwedi eno e ya fifing, o solofeditse gore o tlaa tsweledisa lenaneo la go thusa ka go agela Batswana matlo. Kgosi Mosinyi o akgotse botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, segolo bogolo banana ba ba neng ba tsena sekole le Rre Matsuatsue. Mo mafokong a gagwe a malebo, Rre Matsuatsue o supile fa e le ene wa ntlha mo lwapeng la bana ba le bararo. O supile gore maikutlo a gagwe a tletse ka boitumelo ka jalo ga a kake a nna le mafoko a mantsi fa e se fela go lebogela thuso e ba e filweng. E rile a bua mo boemong jwa morafe, moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Neo Kgatampi a tswelela ka go ntsha mafoko a malebo a a lebisa kwa go ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo, ka jalo a rotloetsa ba ba agetsweng go tlhokomela mpho ya bone. Mme Kgatampi a re tiro ya mofuta o ke thuto, e tshwanetse ya amogelwa ke botlhe gore tshaba ya Botswana e tswelele pele. society 9 Mokgatlho o ruta bana ka ipabalelo tseleng Mokgatlho wa ipabalelo tseleng kwa Selebi Phikwe o tsere boikarabelo jwa go ruta baithuti ba dikole tse dipotlana ka ipabalelo tseleng. Se se tla morago ga gore mokgatlho o lemoge fa bana ba dikole tse dipotlana e le bone ba ba amiwang thata ke dikotsi tsa tsela segolojang go thulwa ke dikoloi mo makgabaganyong fa ba ya le ba tswa dikoleng. A re dithuto tse di diragala ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Hirikgong fa dikole tse dipotlana di bulwa ka jaana bana e ya bo e le gone ba simololang dikole. A re bangwe ba bone ba simolola go ikisa sekoleng ba tlwaologa go isiwa ke batsadi jaaka fa ba ne ba tsena ko dikoleng tsa bananyana (pre-school). A re pele ga go bolotswa letsholo la go ruta bana mo dikoleng ka tiriso ya tsela, bana ba dikole tse dipotlana ba ne ba thulwa ke dikoloi thata maphakela fa ba ya dikoleng le motshegare fa ba tswa dikoleng. Rre Mosekgwa a re e sale go simololwa dithutuntsho tse, dikotsi tsa bana ba ba thudilweng ke dikoloi di fokotsegile fela thata ka jaana ngwaga o o fetileng, go tlhokafetse ngwana a le mongwe ka go thulwa ke koloi kwa kgaolong ya Botshabelo. Rre Mosekgwa o ne a tlhalosa fa batsadi le barutabana ba dikole tse dipotlana bogolo jang ba mophato wa ntlha go ema ka lekwalo la boraro, ba tshwanetse go ema ka dinao go ruta bana tiriso ya tsela ka ba a bo ba santse ba le mo lefifing ka go dirisa tsela. Gape a re barutabana ba leke go ba ruta ba sale ba nnye ditlhaloganyo di santse di tshwara ka bonako. Rre Mosekgwa o ne a tswelela ka go supa gore ba santse ba tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba fetang ka lobelo lo lo kwa godimo fa ba feta fa dikoleng. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba rotloediwa go tlhwaafalela dikgwebo Banana le bagolo ba dikgwebo tse dipotlana ba rotloeditswe go tsaya kgwebo ka tlhwaafalo le go nna le maitlamo a sennela ruri, a bokopano ja mofuta o o tshwanang le wa go kopanyetsa bagwebi golo go le gongwe go tla go abelana maele ka tsa kgwebo. Erile a rola mafoko a pulo semmuso ya letsatsi ya bagwebi baba botlana e rulagantswe ke ba lekalana la boipelego la kgaolwana ya PalapyeAdnministrative Authority mothusa tona mo lephateng la tsa merero ya ga Tautonale bodiralapuso Rre Dikgang Makgalemele a re setlhogo se sa “ Ke mogwebi watlhwatlhwa ke a kgona” se maleba ka mo dinakong tseno kgang ke go tswakanyaithsolelo le go nonotsha dikgwebo tse dipotlana. O ne a supa fa puso le dikhansele di tshwaraganetse gononotsha bagwebi ba ba botlana ka ditsela tsa mananeo a go lwantsha lehuma lego ba rutuntsha mo go tsa kgwebo. Bokopano joo ja ditshupo tse dipotlana jo boneng bo tshwaretswe kwa Moremi mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala bo ne bo tsenweke bagwebi ba ba botlana go tswa mo metseng e le masome a mabedi le bosupa baba neng ba tlisitse disupiwa, bangwe ba tswa mo dikgaolong tsa bo Serowe borwale bokone. Mothusa tona o ne a re ke maikemisetso a puso go nonotshaBatswana le go godisa go ikemela mo go tsa kgwebo, le gone go godisa tsa ngwao,go lebeletswe tsa go bopa, tsa petlo, go roka le tse dingwe a re tseo tsotlhe puso e di tshwaraganetse le makalana a a ikemetseng ka maikaelelo a le mangwe a go nonotsha Batswana. O ne a gatelela seabe sa puso go tlhabolola bagwebi ba babotlana. A re puso e tshwaragane le ba diposo e tsene mo tumelanong ya gore badiposo ka boranyane ja sesha ba bapatse dikgwebo tsa banana le ba-na-le-bogoleka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang kwa mafatsheng a a kwa ntle le gonegore lephata la puso lengwe le lengwe le abetswe P500 000 go mo dirisa mo gorekeleng dikgwebo tse dipotlana ka maikaelelo a go di godisa. Rre Makgalemele o ne a akgola thata barulaganyi ba ditshupotseo a re thuto ke yone fela e ka isang Batswana kwa mankalankaleng, ka gore faba kopaneng teng ba tlaa abelana boitseanape ja ka fa ba tsweletseng ka teng leba bangwe, le go nna le sebaka sa go nna le dikitso tse ba ka tlhabololangdikgwebo tsa bone ka teng tse ka tsone ba ka tlotlomatsang lefatshe leno mo gotsa bodiragatsi. A re mananeo a go neela Batswana dithata tsa itsholelo adirilwe go lebeletswe go ba nonotsha ka go reka dithoto le ditirelo tse ba didirang, le gone go godisa dikgwebo tse dipotlana. O ne a ba rotloetsa go itsego tsamaisa dikgwebo tsa bone le go di godisa ka go di tlhabolola nako le nakoka ditlhaloganyo le ditsamaiso tse disha. economy_business_and_finance 3 Ba le 26 000 ba ikopetse Tirelo Setshaba Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao Rre Shaw Kgathi a re lenaneo la Tirelo Setshana le le simololang kgwedi ya Moranang e rogwa le bone dikopo di le 26 000 mme mo go tsone banana ba le 15000 e le bone ba tlaa simololang go tsaya karolo mo go lone. Rre Kgathi a buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa bosheng. A re Tirelo Setshaba ya gompieno e pharologano ka gore ga e patiki ope, e bile bana ga ba sa tlhole ba kgaoganngwa le batsadi le masika a bone. A re pele, ngwana o ne a isiwa kgakala le kwa ga bone mme a kopane le dingwao tsa merafe e sele, mme fa gongwe a palelwe ke go tshela sentle koo. Rre Kgathi a re gompieno bana ba tla bo ba bereka ba le mo tlhokomelong ya batsadi ba bone mme e bile go sa tlhokafale gore ba hirise matlo. O ne a tlatsa ka gore batsaya karolo mo lenaneong le ba tlaabo ba atswiwa ka madi a a kana ka makgolo a supa a dipula mme mo go one, makgolo a mabedi a dipula ba tla bo ba a bolokelwa gore fa ba tlogela ba kgone go ithusa. O ne gape a supa fa lenaneo leo le tsenelelwa ke banana ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le masome a mararo mme a supa fa yo o batlang go tlogela ka mabaka a sekolo kgotsa tiro a tla supa mme a letlelelwe go dira jalo. Tona Kgathi o kopile banana go dira ka natla mo lenaneong leo, a tlatsa ka gore fa ba ka tshamekela mo tirong ba tla tshwanelwa ke go arabela maitsholo a go nna jalo, bogolo jang ka dikopo di le dintsi tsa batho ba ba batlang go bereka. Le fa go ntse jalo, tona o ne a lemotsha badirelapuso botlhokwa jwa bana bao mme a ba kopa go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, e seng go tlhola ba ba romile manyonyomane le mapakiwa. A re ope yo o ka tlolang tumalano e, o tlaa tseelwa dikgato tse di maleba, a tlatsa ka gore bagolwane ba maphata ba tshwanetse go ruta bana bao tiro gore fa ba seyo, Batswana ba tswelela ka go thusiwa. Tona o ne a supa fa lenaneo le le tla sologela setshaba mosola ka gore tlhaelo ya bodiredi e tla fokotsega mme Batswana ba bone ditrirelo ka nako. Bokhutlo society 9 Re Aga Mmogo e neela ba-na- le -bogole lentswe E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi gase thata, ba-na-le-bogole kwa Metsimotlhabe ba ipopile mme ba tlhama mokgatlho wa Re Aga Mmogo o o tlaa nnang lentswe la bone. Mo potsolotsong le BOPA moeteledipele wa lekgotla leo, MmeDinah Kgatwane a re ba tletswe ke mogopolo oo wa go ipopa gore ba tle ba nnelentswe le le lengwe ka ba lemogile gore fa ba kgaogane ga gona sepe se ba kase kgonang. A re gape ba gwetlhilwe ke dikgwetlho tse ba-na-le-bogole balebaneng natso mo motseng wa bone di tshwana le lehuma le letlhoko la ditiro. Are ntswa Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a ikiteilesehuba go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng jaakaba-na-le-bogole go lebega e kare badirelapuso bangwe bone ba batla go busetsamaiteko ao kwa morago ka go lebega ba sa batle go ba thusa. A re le fa go ntse jalo mokgatlho wa bone o na le dikgwetlhodi le mmalwa jaaka letlhoko la madi ka nako e ntsi ba patelesega go ntsha modipateng tsa bone. O tsweletse ka gore gape bontsi jwa batho ba a berekang naboke batho ba ba senang bogole mme se se dire gore ba tlogele mo tseleng, mme sese mo ketefaletse tiro le mokgatlho o sokola go dira ditiro tsa one tsaletsatsi le letsatsi. A re le fa go ntse jalo ga ba kitla ba itlhoboga gofitlhela ba goroga kwa maikaelelong a bone. A re mokgatlho o o buletsweba-na-le-bogole botlhe, batlhokomedi ba bone le batho fela ba ba sa tsheleng kabogole. society 9 Matlhabelo a tlaa fokotsa bogodu jwa leruo Lephata la matlhoko a leruo, sepodisi, lephata la makgotla a Setswana, ba botsogo jaw tikologo le ba diragatsi ba melawana ya kgwebo ba khansele ba re gonna teng ga matlhabelo goya go bathusa go lwantsha seemo le dikgang tsa bogodu jwa leruo. Ba supile se mo bokopanong jo boneng bo biditswe ke ba JAGO BEEF go rolela bagwebi ba thekiso ya nama ba palapye le tikolo ka matlhabelo a bone a a setseng a le mo kgweding ya boraro a ntse a bereka. Mo goroleng matlhabelo ao borakgwebo ya thekiso ya nama le bodiredi ja puso bane ba supa fa boitumelala thata gonna teng ga matlhabelo , le gore batho baya go simolola go ja nama e e tlhatlhobilweng, ena le boleng. E ne yare mo go amogeleng matkhabelo ao, bora kgwebo ya nama, batlalosediwa ka ditlhwatlhwa tsa go tlhaba le go isediwa nama ka dikoloi tsa ditsidifatsi kwa dikgwebong tsa bone, le go tsibosiwa gore ke molato gorwala nama ka dikoloi tse dilephaka e bile e se tse di diretsweng go rwala nama. Mo pegong ka beng ba matlhabelo Mme Gorata Danga one a tlhalosa fa matlhabelo aya golopa P280.00 gotlhaba kgomo, mme ba isi nama yay one ka P75.00, mme fa dikgomo difeta bobedi goya kwa godimo batlaa lopa P50.00 tlhogo ya kgomo. Mme Danga one a tlhalosa fa ba tlhaba podi le nku, mme are fa baisetsa mongwebi nama ka koloi ya bone go mo maruding a mongwebi go folosa nama eo go e tsenya mo marekisetsong a gagwe. Oile a supa gape fa bone ele ba JAGO BEEF ele maikemisitswe a bone go direla dilo mo pepeneneng, ka botho, ka nako le gonna nna le puisano e e lolameng le bagwebi ka go baneela ditlamelo tse dilebanyeng. Ene yare a ema bagwebi ka lefoko, Sgt Malaki Tshwamphe wa sepodise sa Botswana a lebagane letsa bogodu ja leruo a thalosa fa ba santse ba tshwengwa ke dinama tsedi tsenang mo marekisetsong a nama disena motlhala gore ditswa kae, are dingwe ditlhabelwa kwa merakeng, masimong le mo malapeng masigo. Sgt Tshwamphe one are molao o tlhamaletse gore batho ba badirang jalo baka otlhaiwa , fa godimo ga dikotlhao madirelo a bone a ka tswalwa. Mogolwane gotswa kwa khansele a lebagane le melawana ya tsa kgwebo, Rre Kebuamotse Kebuametse one a kopa boradikgwebo tsa nama go dirisa matlhabelo a a teng, mme a buwa a tsholeditse lentswe are lekalana la gagwe, le tshwaragane le badiragatsa molao ba sepodissi, le ba lephata la matlhoko a leruo gab aye go oshaosha godiragatsa molao, are bagwe baya go latlhegelwa ke diteseletso fa ba sa dirahatse tse ditshwanetseng. One are ke maikaelelo a bone ele bodiredi go babalela le go sireletsa setshaba ka go se direla kafa tshwanelong le go bona gore a tse ba dineelwang ke tsa boleng jo boletelesegang O ile a tlhalosa ka malwetse a gantsi a fethelwang mo nameng jaaka ja thako le molomo , mabele kana molafo are ke mangwe a a dirang gore name e jewe ka molelo. One a tlhalosa ka bolwetsa ja mabele are fa bo fitlhelwa mo nameng, nama eo eka bewa mo setsidifatsing sebaka sa malatsi ale lesome le bone (14) kana fabofitile selekano se se beilweng eka jewa ka molelo. Mongwebi wa nama Rre Tswelelo Shashane one are ditlhwatlhwa tsa go isediwa nama dikwa godimo a disekasikiwe, mme are ba kobo bane bafiwa sebaka goipakanyetsa go reka dikoloi tse dirwalang nama ka godirisa fela tse bantse ba didirisa tse di lephaka, gona le go emisiwa fela . One gape are gosireletsegile gole kae mo nameng e e fisiwang, le gore godirwang go bona gore a ele ruri nama eo e tshubilwe. Rre Jerry Mosweu ene one are go ntshiwa ga dinko, seledu le ditsebe mo tlhogong ya kgomo go digetse tlhwatlhwa ya tlhogo kwa tlase fela thata. Rre Pro Motswaiso ene one are ba botsogo ja tikologo ba dirisa metlhala efe go lebelela bo Millera le bora mabenkele a metseletsele a di supermarket a(Supermarket Chain Stores) ba barekisang nama le gone gore ba e tsaya kae, ba e tlhaba kae? One gape a supa fa dinama tse di fisiwang disa latedisiwe sentle ka jalo batho ba a di sela b abo ba direkisetsa batho mo motsing. One are fa dikgomo dikwadisiwa kwa kgotleng tshipi e sa bonala, a go sekasekwe gore e tshubiwe gape ke mong wa kgomo go e bonatsa. Fa batsibgela di[potso tse ba matlhoko a leruo bane bare ke boikarabelo ja matlbhabelo gonna lefa ba tshubelang dikgomo tse di condem teng, mme fa di isitswe kwa sekiting ke boikarabelo ja khansele. Ka kgang y aba di supermarket bane bare go dingalo ka dinama tsa bone ditla ditswa kwantle ga lefatshe leno. Mme ka go fisiwa ga nama bane bare sekita sa Mmalenakana sa Palapye ga seetshwanela go lathela nama e tshwanetse ya isiwa kwa Serowe kwa gonang le ditlamelo teng. Go supegile fa gona le dikgwebo tsa nama mo Palapye dile 48, mme go tlhabelwe dile 12 fela, tse di sa tlising dikgomo kwa matlhabelong ditsweletse ka gorekisa dinama tse go saitsiweng kwa ditswang teng le kwa ditlhabelwaneng teng. crime_law_and_justice 1 Bogogi bo nankola ditso tsa Ovambanderu Ngwaga le ngwaga ka nako ya paseka, morafe wa Ovambanderu go ralala lefatshe leno ga mmogo le ba ba tswang kwa Namibia ba kokoana kwa motsaneng wa Dhaoga mo kgaolong ya Nhabe go ipelela ditso tsa bone. Modiro o, o tlwaelesegileng thata ka leina la Otjingrine le le kayang mmala wa botala jwa tlhaga o e leng sekano sa bone, o tshwarelwa kwa mabitleng a dikgosi tsa bone tsa pele. Morafe wa Ovambaderu ke mongwe wa ba ba neng ba fiwa boagedi mo Botswana ka nako ya dintwa tsa bone le Majeremane kwa Namibia. Ba ne ba thibelela mo mafelong a a farologanyeng mo Botswana mme bontsi jwa bone bo fitlhelwa thata mo kagolong ya bokone e e akaretsang Boteti le Bokone Bophirima. Modiro o tshwarwa ka Tshipi morago ga letsatsi la papolo ya Morena mme pele ga lone bangwe ba mabutswapele a morafe oo ba etela lefelo leo go ya go le phekola le go kopa masego mo badimong. Mo dingwageng tse di fetileng, kgosikgolo wa Ovambaderu go tswa Namibia o ntse a ipelela moletlo oo le morafe wa gagwe mono mme monongwaga go boletswe fa a sa kgona ka ntlha ya ditiro dingwe tse di mo patikang. Mo potsolosong, Kgosi wa Ovambanderu mo Nhabe, Kgosi Manuel Nguvauva a re ba santse ba ikaegile ka nagwao, a tlatsa ka go re ba dumela thata mo sedimong. A re go phekola diphuphu tsa dikgosi tsa pele ke tiro e e faphegileng ka jaana ba dumela gore ba a ba utlwa e bile se ba se lopang ba tlaa se bona. Morago ga go phekola lefelo leo a re morafe jaanong o ketemela letsatsi pele ga tiro e tona go tla go lala koo fa bangwe ba tla ka letsatsi la tiro. Modulasetilo wa komiti e e gakololang bogosi jwa Ovambanderu, Rre Camara Marenga o tlhalositse fa thulaganyo eo e thailwe ke bagaka ba pele ka 1947 morago ga go bona boagedi mo Botswana. A re ka nako eo go ne go na le kgwetlho ya sekano ka jaana ba ne ba gasame le lefatshe ka bophara mme bogogi jwa morafe jwa tsaya tshwetso ya gore ba dirise fologa ya mmala o o botala jwa tlhaga e le sone sekano sa bone go ba farologanya le Baherero ba ba dirisang mmala o mohibudu e le sekano sa bone. A re morago ga go fiwa sekano seo ba ne ba simolola go nna ba ipelela phenyo ya bagaka ba bone gone kwa bangwe ba fitlhetsweng teng e le sesesupo sa go leboga le go kopa masego le matlhogonolo. Rre Marenga a re ba bogisitswe ke Majeremane, ke ka moo ba bonyeng go le botlhokwa go kgobokana mo lefelong le le lengwe ba gopola ditso tsa bone le go ipelela ngwao. A re modiro o, o rotloetsa tirisanyo, bojammogo le popagano ya morafe ka jaana e ba phutha go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe. Ka letsatsi la modiro morafe o apara mmala wa sekano, bomme ba tsabakela ka mesese e meleele le ditukwi tsa bone tse di tlwaesegileng go twe ke tsa Seherero fa borre bone ba apara disutui tse di tshetlha ba lebega jaaka masole a pele a Jeremane. Mo mosong wa modiro batsena moletlo ba bopelela go ya kwa diphuphung tsa dikgosi tsa bone ba eteletswe pele ke mabutswapele mme ba tsena ka bongwe ka bongwe ba khubama fa tlase ga lebitla la kgosi wa ntlha ba kopa masego le katlego mo botshelong. Morago ga tiro eo, ba ba mo kaparing ba tsamaya sesole go fitlhelela ba tsena fa tiro e tshwarelwang teng mme koo mabutswapele a feta a nankola ditso tsa bone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Balemi ba phophoma ka boitumelo E re fela ngwaga e sena go feta morago ga lefatshe la Botswana le sena go ipelela dingwaga di le masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa, dipula di ne ne tsa na ka matsorotsoro go tisa boitumelo mo baleming. Lekalana la dikgang la BOPA le ne la etela mangwe a masimo a kgaolo ya Ngwaketse Borwa, go lekola balemi. Rre Kabelano Mohutsiwa yo o lemang kwa motseng wa Gasita, o buile fa pula ya monongwaga e tla nna e namagadi ka e nele ka mmetela. A re o kgaogantse tshimo ya gagwe a lema mmidi, dinawa le nche. A re seo se tlaa dira gore balemi-barui ba nne ka dipelo tse ditshweu ka leruo la bone le ne le tsamaya mme le lengwe le felela mo tseleng. Rre Mohutsiwa o tswelela a tlhalosa fa selelo sa balemi-barui mo Botswana se ka arabesega fa pula e ka tswelela e ntse e na gore thobo e nne e e nametsang. O buile fa e le mongwe wa ba ba thusitsweng ke puso mo go lemeng tshimo ya gagwe e e diekere tse di lesome, a re seo se ba namotse mo letlhokong la go tlhoka didirisiwa tsa go lema. A re mananeo a tshwana le ISPAAD, a puso e neng ya a simolodisa go thusa Batswana a le botlhokwa mo a namotseng bangwe mo lehumeng. “Lefatshe leno le tlaa bo le namoge mo maubeng a dingwaga tse dintsintsi tse di fetileng” ga bua Rre Mohutsiwa. O kopile balemi ka ene go tlhwaafalela temo gore lefatshe leno le nne le dijo tse di lekaneng. BOPA economy_business_and_finance 3 Baithuti ba gaegolelwe ba iteisanya borathana Go ne go nkga go sa bola beke eno kwa Kanye fa baithuti ba Thuto ga e golelelwe ba kgaolo ya Borwa ba ne ba iteisana borathana mo dikgaisanong tsa bone tsa meopelo, poko le bommabontle. Thuto ga e golelwe ke lenaneo la thuto le le thusang bagolo go ithuta le go tswelela ka go dira ka diatla go tsweledisa matshelo a bone. Bagolo ba tsena sekole sa thuto ga e golelwe ka makatlanamane mme sebe sa phiri ke gore borre ba maoto a tshupa le mororo bangwe ba sa itse go bala le go kwala. Go ne go phadisanngwa, go leba yo o sebete. Mo dikgaisanong tsa mmino wa dikhwaere ditlhopha di ne di le nne ebong Moshupa, Thankane, Lobatse le Kanye. Kanye e ne ya tsaya maemo a ntlha ya bobedi ya nna Moshupa, ga latela Lobatse mme Thankane ya di goga ko mogatleng. Mo dikgaisanong tsa Poko, Rre Thuso Baofalatsa wa kwa Gasita one a a tsaya maemo a ntlha fa Mpho Lesole a bobedi mme ga latela Martin Gaorogwe. Ko go bo rabontlenyane, Gosenyamang Mosimanegape a nna rabontle a tswa ko Letlhakane Botlhaba, a latelwa ke Naledi Mothudi, ga latela Kebonekgosi Letshabo. Mo go bomme, Neo Morwale o tsere maemo a ntlha, a bobedi Tina Mothibamele, a boraro Ketlhaeletse Katsia. arts_culture_entertainment_and_media 0 Security Systems e tataisitse sekole Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Molebatsi kwa Majwaneng Mme Tuelo Thobogang o galaleditse khamphani ya Security Systems ka tlhokomelo e ba e fileng sekole seo mo dingwageng di supa, a tlhalosa fa seo se tsisitse maduo, tshephano le boammaruri. Mme Thobogang o buile jaana bosheng jaaka sekole se ne se tshwere moletlo wa tsamaya sentle wa go laela motlhokomedi wa bone Rre Gabriel Nkgetse, yo e leng mookamedi wa Security Systems mo Botswana. Moletlo o ne o tshwaretswe kwa Palapye. Morago ga gore puso e dire boikuelo mo setshabeng, dikhamphani le batho ka bongwe ka bongwe, go tsenya letsogo mo go tshwaraganegeleng thuto, e boleng jwa yone bo neng bo lebega bo wela tlase ngwaga le ngwaga, dikonpone ka bontsi di ne tsa tsibogela mokgosi oo, mme Security Systems ba itlhophela sekole se. Mme Thobogang a re se se dirilweng ke Security Systems ke sesupo sa gore dikompone di na le keletso ya go nna le seabe sa go tlhabolola thuto ka maikaelelo a go bopa boeteledipele jwa popota le go bopa bomankge ba ba nonofileng. Mothusa mogokgo o ne a supa fa ba a tlhoka a le thaeng ka se kompone e e se dirileng go tlhokomela sekole mo dingwageng di supa. Mme Thobogang o ne a bua mafoko a serutegi Bob Beauprez a a gatelelang tshwaragano e e nitameng a re A re go ikabela go tlhokomela sekole ke go direla lefatshe le go nna le seabe mo ditlhabololong. Mme Thobogang o ne a kaya Rre Nkgetse e le mogaka yo o tlhabolotseng lefatshe leno ka sekole sa Molebatsi mo go tsa thuto le ditiro tse dingwe fela go tlhabolola morafe, ngwana, botsadi le barutabana ba motse wa Majwaneng. Fa a tswa la gagwe, Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Molebatsi Mme Seamogano Kane o ne a kaya Rre Nkgetsi e le magoboka. A re ene le ba kompone ya gagwe ba ne ba tsaya sekole sa gagwe go thusa mo dithuto-puisanyong, go neela baithuti paka, go duelela mesepele ya go iphokisa phefo ga bana ba ba kobo dikhutshwane le gone go fa barutabana sebaka sa go ya malatsing a boikhutso kwa mafelong a itloso bodutu. Kompone e ne gape e inaakantse le tsa boranyane jwa segompieno le go bo diragatsa. Mo boeteleding pele jwa ga Rre Kgetse Security Systems e ne ya thapela sekole badiredi ba le babedi go thusa mme e ba duela P500 ka kgwedi sebaka sa ngwaga. Ba ne gape ba tsenyediwa tsa itshireletso kwa ofising. Kompone e ne ya thusa ka go reka dibuka, motshine o o ntsifatsang dipampiri, paka ya sekole le kapari ya mmino wa Setswana. Ngwaga le ngwaga ka nako ya kabo dimpho Security Systems e ne e ntsha P15 000 go rekela baithuti dimpho, mme a supa fa go aba e se go ntsha mpho fela mme e le bontlha bongwe jwa go fetola botshelo ja yo o abelwang. Fa a leboga Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng o ne a khubama ka mangole a re ba seka ba ba tlogela e le masiela. Kgosi o ne a re go botlhokwa gore Security Systems e lemoge boleng teng jwa bone le pharologanyo e ba e dirileng mo thutong, segolo jang mo kgaolong ya Tswapong. Mookamela thuto ya dikole tse dipotlana tsa kgaolo ya Palapye, Mme Wanani Gunda o ne a supa boitumelo, a re Security Systems e dirile go le gontsi mme a re sebaka se, ke se se thata se se tlhokang dikhamphani tsa mofuta o o tshwanang le Security Systems, segolo jang mo go tsa thuto. education 4 Borre ba Balete ithotlhora bosimane E rile bosheng motse wa Otse wa bo o rumaruma ka boitumelo jaaka baagi ba motse oo ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana ba ne ba tsena mo nyalong e e boitshepo. Moletlo o, o ne o phuthile banni ba motse oo kwa kgotleng go tla go iponela ka matlho jaaka malwapa a le supa a ne a golagana ka fa molaong, morago ga go fiwa molao wa lenyalo. Fa a ba ema ka lefoko kgosi ya motse o, Kgosi Mothusi Tsetse, o ne a supa fa go tshwenya go bona bana ka bontsi ba dirisa difane tse di farologanang le tsa batsadi ba bone. O kaile fa se se bakiwa ke gore batsadi ga ba nyalane; a supa fa e bile go tsala tlhakatlhakano, ka go sa itshupe mo maineng a ngwana gore batsadi ba gagwe ke bo mang. Kgosi a re ba itemogetse gape gore ka nako ya leso, batho ba tseelwa dithoto le matlo, tse ba di kgobokantseng ka bothata fa ba nna mmogo ba sa nyalana. A re seemo se se ne sa ba gwetlha go dira maiteko a go nyadisa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Kgosi Tsetse o boletse fa ka ngwaga wa 2011, ba ile ba tlhopha batho ba ba nnang mmogo ba le lesome le boraro go simolola tiro e, mme a kaya fa ba kgonne go nyadisa ba le supa fela ka ba bangwe ba ne ba sa tsamaisa merero sentle. O ne a supa tsholofelo ya gore ba ba saletseng kwa morago ba tla ipaakanya mme le bone ba golaganngwe mo nyalong. O ne gape a akgola ba ofisi ya ga molaodi le bagolo ba motse go akaretsa Rre Seabelo Tlhaselo, yo o ntshitseng madi a a kanang ka P1600 e le seabe sa gagwe mo tirong eo. Mothusa molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba Borwa, Mme Angelina Leano, o ne a gakolola banyalani fa dithoto tsa lenyalo di ilelwa ka jaana di kgona go tsisa kgotlhang fa gare ga banyalani. O kopile banyalani go dumalana pele, ka bongwefela jwa pelo fa go na le sengwe sa dithoto se ba batlang go se aba kana go se rekisa, go tila dikgotlhang fa gare ga bone. O ne a ba tlhagisa go itse fa masika e le a bone botlhe ka jalo ba tsewe ka tekatekanyo, a tlatsa ka gore dithulaganyo tsa lelwapa di simologe kwa tlhogong ya lelwapa. A re o buisiwa se ke gore bomme ba na le go rata ba kwa ba tsalwang teng mme ba itlhokomolose masika a kwa ba tserweng teng. Mongwe wa banyadiwa, Mme Theresa Sejeso, o ne a re o itumedisiwa ke go bo a kgonne go tsena mo nyalong le mokapelo wa gagwe. A re o ne a ntse a sa jesiwe diwelang ke dikakanyo tsa gore fa rre wa gagwe a ka hulara ba ga gabo ba ka tla go mo tsaya mo go ene ka gore ba ntse ba sa nyalana. E ntse ele kwa moletlong oo, Kgosi Tsetse o ne a fa banyalani mpho ya dikerese tsa setshwantsho sa pelo; e le sesupo sa lerato le le tukelang ruri. BOKHUTLO society 9 Tona o rotloetsa dikereke go nna le bokao Tona wa Lephata la tsa Boagedi, Mesepele le Bong, Rre Ngaka Ngaka, o kopile dikereke go dira ka thata go aga le go popaganya setshaba. E rile a bua kwa kokoanong ya kereke ya Tiberia kwa Thamaga ka Matlhatso, Rre Ngaka a supa fa dikereke di tshwanetse go tlhotlheletsa tsholofelo mo setshabeng. A re go a tshwenya go bona dikgang dingwe di gomagometsa go leswafatsa serodumo sa dikereke. Rre Ngaka o kgadile boeteledipele jwa dikereke dingwe jo bo inaakantseng le bobelotshetlha le go ikgatholosa maikaelelo a kereke. O ne a ikuela mo phuthegong ya Tiberia go hema ditiragalo tse madi a tsenang mo di kerekeng a sena bokao ka maikaelelo a go a tlhatswa, a kopa gore diiemo tsa go nna jalo di elwe tlhoko, ka a re di ka sulafatsa kagiso e e solofelwang mo tsamaisong ya dikereke. Rre Ngaka o ne a kopa gore kgolo ya dikereke e seka ya kaega fela ka dipalo, mme e bonale mo go bopeng le go lere pharologanyo mo matshelong a batho. O ne a gakolola gore ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go akaretsa dikereke mo go bopeng le go aga malwapa, le gone go thusa go dira ka gotlhe go lwantsha dikgang tsa dintwa tsa malwapa le botlhoka tsebe jwa bana. Tona o rotloeditse baphuthegi ba Tiberia go diragatsa tshwanelo ya bone ya molao ka go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba kgwedi ee tlang. A re go botlhokwa go tsaya karolo mo thulaganyong ya ditlhopho, ka e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe yo o lekaneng go ka tlhopha go tsaya karalo. Rre Ngaka o ne a abela kgosi ya kgotlana ya Modimele, Rre Raobene Sebikiri, ditilo di le masome a mabedi tse kereke eo e di reketseng komiti ya kgaolo ya ditlhabololo tsa motse. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Thamaga Bokone, Rre Palelo Motaosane, o ne a gakolola ka botlhokwa jwa dikereke go nna karolo ya lekgotla la baruti la Minister’s Fraternal le le ka thusang go kanoka boleng jwa dikereke tse di runyang. Bishop Phulego Mogobe wa kereke eo, o ne a lebogela thotloetso ya gangwe le gape e ba e fiwang ke Tona Ngaka mo tsamisong ya kereke ya Tiberia. A re thotloetso e ba tiisa moko mo tsamisong ya bone ya go godisa lefoko la Modimo. ENDS religion_and_belief 8 Kedia o lela ka seemo sa tsela Banni ba motse wa Kedia mo kaolong potlana ya boteti ba lelela la seemo sa tsela ya Kedia/Mokoboxane se se sa jeseng diwela, e bile ba re e kgoreletsa ditlhabololo tsa motse wa bone. Banni ba ntshitse selelo se sa bone ko phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Mopalamente wa bone yo gape eleng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber bosheng ko motseng oo,bare tsela e e kgoreletsa matshelo a bone a letsatsi letsatsi ka jaana go sena dikoloi tse dirwalang setshaba. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Judge Kgokong o boletse gore bane ba solofeditswe gore tsela e tla gopiwa kgweedi tse tharo dingwe le dingwe ,mme ga go diragale jalo. Rre Kgokong a re ba letshwenyego le lengwe le le tona la bone ke motlakase ,segolo jang ko kokelanong le RADS hostel ,atlatsa ka gore ba sale ba solofeditswe generetare go thusa ko kokelanong nako kgolo ke eno. Rre Kgokong one gape a re ba kopa koloi ya kokelano le ya motse ,motlobo wa dibuka kwa sekoleng ona le ditlamelo,RADS Hostel e baakangwe gore e tle dirisi go rutela bana ba dingwaga tse nne ,le go thusiwa ka koloi ee tsayang badirelapuso goya go amogela kgweedi e fela,ba kopa go hirelwa mokwaledi wa kgotla. Rre kgokong one gape a re ba lebogela ditlhabololo tse di dirileng mo motseng wa bone tse di akaretsang,lerako la kgotla ,tshimolodiso ya thuto ya bana ba dingwaga tse nne,le ntlo ya LA2 lepodisi Tona Tsogwane one a ba lekodisa ka tse a tswang ka tsone kwa palamenteng le bone ba mo lekodisa ka ma tshwenyego a motse wa bone, le go ba amogela mo kgaolong e ncha. O ne a ba tlhalosetsa gore maikaelelo a ga Tautona ke go fokotsa le tlhoko la ditiro bogolo jang mo bananeng ,le bone banana ba rotloediwa go iteka fa ba filwe mananeo . Tona o tlhalositse fa a kopanye pele le tlhogo tsa maphata fa simolola diphuthego tsa gagwe tsa kgaolo go ba lekola le go tsaya pego ka ditlhabolo tse dirilweng le tse di saletseng ko morago,a re o ba gakolotse go bereka ka nata le boineelo ,a tla a re therisano le tirisano mmogo e botlhoko fagare ga bone le setshaba . Kgosi wa motse wa Kedia Rre Simane Akanyang, o supile fa ba tshwengwa ke kgang wa polase ya bone ya HIMA e sentseng ele dingwaga bantse ba e emetse go re e wediwe ,mme e gana go wela,atlatsa ka gore mo bogompienong batho ba setse ba senya kwa go yone. Kgosi Akanyang obile supa letshwenyego la batho ba ba tswang ko motseng esele ,le kontle ga lefatshe leno tota ,batla go tshwara ditlhapi mo motseng wa bone a sa rerisiwa ,tiro e a reng e kabo e dirwa ke ban aba motse wa Kedia Phelelo. politics 7 Maloko a tlhophile boeteledipele Maloko a lekgotla la babereki la National Amalgamated Manual Workers Union kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tlhophile Rre Osele Senyama le Rre Salani Makumule go nna modulasetilo le mothusa modulasetilo wa komiti ya lekgotla leo mo kgaolong eo, ka go latelelana ga bone. Komiti eo, e e tlaa berekang mo sebakeng sa dingwaga tse tharo, e tlhophilwe jalo mo ditlhophong tsa lekgotla tse di neng di tshwaretswe kwa Masunga ka bofelo jwa beke. Rre Senyama, o gapile maemo a bodulasetilo a sena moganetsi, a tsaya mo go Rre Gorontshwang Ditetso yo o neng a seka a emela maemo ao, fa Rre Makumule ene a gapile maemo a mothusa modulasetilo ka batlhophi ba le lekgolo le lesome le motso a fenya Rre Baatshwana Mothagodi yo ene a boneng batlhophi ba le masome a marataro. Maemo a bokwaledi a ne a gapiwa ke Mme Koopela Lathe ka batlhophi ba le masome a ferabobedi le boferabobedi (88), a gaisa jalo Mme Dimakatso Samu yo ene a boneng batlhophi ba le masome a ferabobedi le motso (81). Mme Norah Mafojane le Mme Hilda Sephekolo bone ba ne ba phamola maemo mothusa mokwaledi le motshwara madi ka go latelelana ga bone ba sena baganetsi. Maloko a mangwe a tlaleletso a komiti eo ke borre Shadreck Chisanga, Lenthabetse Thapisa, Moshe Bafane le bomme Irene Chalegwa le Thokozile Ramakele. Ditlhopho tseo di ne di tsamaisiwa ke modulasetilo wa lekgotla la BLLAHWU la lekalana la Masunga, yo gape eleng modulasetilo wa lekgotla la BOFEPUSO kwa lekalaneng la Masunga, Rre Gaborone Manga a thusana le leloko lengwe la BLLAHWU, Rre Mogotsi Oitsile. Fa a ema komiti e ntsha ka lefoko, Rre Manga o ne a re ba tshwanetse ba itse fa mo maemong a ba tseneng mo go one ba tlaa kopana le dikgwetlho ka go farologana, tse di akaretsang le gone go kopana le mafoko a a botlha gotswa mo malokong, ba ipelaetsa kemedi ya bone. A re fela ba seka ba kukega maikutlo mme ba diragatsa boikarabelo jwa bone ka fa go tshwanetseng ka teng, a tlatsa ka go gakolola komiti eo go bereka mmogo le lekgotla la gagwe gammogo le ene, jaaka komiti ya pele e ne e dira. A re ba seka ba ipona tsapa go kopa dikgakololo mo go ene fa go na le sengwe se se ba tsietsang, a tlhalosa fa a tlaa bo a ikemiseditse go ba thusa ka dinako tsotlhe. Rre Manga o ne a bo a gwetlha maloko a a latlhegetsweng go tswelela ba tshwere ka thata. Maemo a bokwaledi a ne a gapiwa ke Mme Koopela Lathe ka batlhophi ba le masome a ferabobedi le boferabobedi(88), a gaisa jalo Mme Dimakatso Samu yo ene a boneng batlhophi ba le masome a ferabobedi le motso (81). Mme Norah Mafojane le Mme Hilda Sephekolo bone ba ne ba phamola maemo a mothusa mokwaledi le motshwara madi ka go latelelana ga bone ba sena baganetsi. Maloko a mangwe a tlalaletso a komoti eo ke borre Shadreck Chisanga, Lenthabetse Thapisa, Moshe Bafane le bomme Iren Chalegwa le Thokozile Ramakele. Ditlhopho tseo di ne di tsamaisiwa ke modulasetilo wa lekgotla la BLLAHWU la lekalana la Masunga, yo gape eleng modulasetilo wa lekgotla la BOFEPUSO kwa lekalaneng la Masunga, Rre Gaborone Manga a thusana le leloko lengwe la BLLAHWU, Rre Mogotsi Oitsile. Fa a ema komiti e ntsha ka lefoko, Rre Manga o ne a re ba tshwanetse ba itse fa mo maemong a ba tseneng mo go one ba tlaa kopana le dikgwetlho ka go farologana, tse di akaretsang le gone go kopana le mafoko a a botlha gotswa mo malokong, ba ipelaetsa kemedi ya bone. A re fela ba seka ba kukega maikutlo mme ba diragatse boikarabelo jwa bone ka fa go tshwanetseng ka teng, a tlatsa ka go gakolola komiti eo go bereka mmogo le lekgotla la gagwe gammogo le ene, jaaka komiti ya pele e ne e dira. A re ba seka ba ipona tsapa go kopa dikgakololo mo go ene fa fa go na le sengwe se se ba tsietsang, a tlhalosa fa a tla bo a ikemiseditse go ba thusa ka dinako tsotlhe. Rre Manga o ne a bo a gwetlha Maloko a a latlhegetsweng go tswelela ba tshwere ka thata mme ba berekele lekgotla, a re go bo ba sa tlhophiwa, seo ga se reye gore maloko a lekgotla a ba tlhoile ka tsela nngwe. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa pele wa lekgotla leo, Rre Ditetso yo o neng a latlhegelwa mo maemong a a neng a ipatla mo go one a go nna leloko la tlaleletso, o ne a supa fa gongwe le gongwe fa go nang le phadisanyo teng go nna le mofenyi le molatlhegelwa. Le ene fela jalo o ne a gakolola komiti go bereka ba le ngata go leka go diraragatsa maitlamo a lekgotla, a bo a gwetlha modulasetilo go tsaya maloko ka tekatekano. Modulasasetilo yo mosha, Rre Senyama o kopile maloko a komiti ya gagwe go nna boineelo fa ba diragatsa thomo e ba e filweng , a re le fa maloko a ka tla kwa go bone a kukegile maikutlo, bone ba seka ba itepatepanya le bone. politics 7 Petlwana e na le botshelo Mogwebi yo mmotlana, Rre Barulaganye Kethusang o dumela gore mongwe le mongwe o ka nna le seabe mo go tlhameng ditiro, bogolo jang fa motho a na le lorato le maikaelelo mo go se a se dirang. Rre Kethusang a re jaaka monana yo o sa yang kgakala mo dithutong tsa sekole, lorato, kgatlhego le bokgoni jwa petlo ke tsone di mo gwetlhileng gore ka 2007 puso e mo ise sekoleng sa go betla kwa Sehunou go ya go anywa botsipa jo bontsi jwa go betla. Mo potsolotsong le Monana yo o dingwaga tse 25 o sale a rata go betla a le mmotlana, mpho e lelwapa la bone le segofaditsweng ka yone, ba betla dilwana tsa setso jaaka dipora, dikika, dintsho le tse dingwe. O dirisa setlhare sa mokongwa, se se bonwang thata kwa kgotleng ya Makolojane go betla dilwana tse. Rre Kethusang a re tse a di betlang o kgona go di rekisetsa batho ka go farorologana gore a inamole mo lehumeng. A re puso ka nosi e ka seke e kgone go re tlhamela mebereko, ka jalo a rotloetsa banana le bagolo go ikemela ka dinao gore ba kgone go ikogola mo isong. Rre Kethusang a re ka Setswana se re tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng gone, o dirisitse monyetla wa gore le ene a gate mo dikgatong tsa ba lelwapa la gagwe. O betlela mo lwapeng ka a ka seke a kgone madi a go direla dilwana tsa gagwe kwa madirelong a a hirisiwang mme a di rwale a tsamaye a di bapatsa mo bathong. Monana yo a re o itumedisiwa ke gore Batswana ba santse ba rata dilwana tse a di dirang ka e bile e le tsa setso le ntswa bontsi bo dirisa dilwana tsa segompieno, a supa fa dintshwana e le tsone tse di rekwang thata. Monana yo a re o kopana le kgwetlho ya gore Batswana ba batla dilo tsa gagwe ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme se se felele se dira gore a seka a bona madi a melora. “Keletso ke gore goromente a nthuse ka motshine o o betlang gore ke tle ke kgone go direla Batswana bontle jo bo feteletseng.” economy_business_and_finance 3 Batsadi ga ba itumelele maduo a bana Batsadi ba bana ba ba tsenang mo sekoleng se se botlana sa Mmusi ba supile matshwenyego ka maduo a a sa itumediseng a bana ba bone. Batsadi ba supile matshwenyego ao mo phuthegong ya batsadi le barutabana ka Labone,morago ga tekodiso ya maduo a bana e ba neng ba e rolelwa ke barutabana ba sekole seo. Ba boletse fa sengwe se ba se lemogileng se se bakang kwelo tlase ya maduo a bana ke go fetolwa ga barutabana mo ditlhopheng tsa bana mme ba ne ba kopa bagolwane ba sekole seo gore ke eng barutabana ba sa letlelelwe go ruta setlhopha se le sengwe dingwaga di le tharo ka go latelelana go na le go ba neela morutabana yo mosha ngwaga le ngwaga. Batsadi ba ne ba supa gape gore mo gongwe go dirwa ke go ntsha barutabana mo sekoleng ba isiwa ko dikoleng tse di farologaneng ba tlhalosa fa seo le sone se na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a bana. Fa a ba kgwa kgaba, mogokgo wa sekole seo Mme Seabi Moreti o ne a tsibosa batsadi gore dikgang tse di tshwanang le tsa go ntsha barutabana ba isiwa ko dikoleng tse dingwe ga di mo taolong ya bone mme ke tsa lephata. O boletse fa bogologolo morutabana a ne a kgona go ruta bana a simolola le bone ko mophatong wa ntlha go ya ko pele mme mo bogompienong go fetogile ga go sa tlhole go tshwana le pele. Le fa go ntse jalo mogokgo o ne a kopa batsadi go thusa barutabana ka dithuto tsa bana a supa gore fa ba ka tshwaragana le bogogi jwa sekole, maduo a bana a tlaa tokafala a tlatsa ka gore le go iponatsa mo sekoleng batsadi ga ba dire jalo. O boletse fa batsadi ba na le tetla ya go tla mo sekoleng go tla go bona gore bana ba bone ba dira jang le go tla go thusa fa ba kgonang teng. Mogokgo o ne gape a bua a sa kgwe mathe ka bana bangwe ba a tlhalositseng fa ba dirisa ditlhapa tse di tsitsibanyang mmele mo baneng ba bangwe le mo barutabaneng tota mme o ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba ba dirang jalo. E ne ya re a tswa la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Felicia Moahi o ne a leboga batsadi ba ba neng ba tsile ko phuthegong eo ka makatlanamane. A re diphuthego tsa batsadi le barutabana di botlhokwa fela thata a supa gore ke yone nako e mo go yone e ba sekasekang dithuto tsa bana gore di tsamaya jang le go bona gore ba ka tokafatsa fa kae. Mme Moahi o ne a supa fa ba leka ka bojotlhe go tokafatsa maduo a sekole sa bone mme o ne a kopa batsadi gore ba thuse bana fa ba filwe tiro ya sekole go ya go e dira ko malwapeng a tlhalosa fa bangwe ba na le mokgwa wa go kwalela bana dikarabo go na le gore ba ba thuse mme o ne a ba kopa go emisa mokgwa oo. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa bana ba mophato wa reception ba dira sentle a tlhalosa fa ba na le tshepho ya gore ngwaga o o tlang fa ba simolola mophato wa ntlha ba tlaa bo ba sa tshwenye thata. Mo go tse dingwe o ne a supa fa bana ba sekole seo ba dira sentle thata mo metshamekong a tlatsa ka gore ba na le ngwana a le mongwe yo o dirileng sentle thata mo motshamekong wa chess mme o ne a kgothatsa batsadi go ema bana nokeng mo go tsa metshameko. Fa ba wetsa phuthego eo, barutabana ba ne ba dumalana le batsadi gore le bone ba seka ba salela kwa morago mo boipusong jwa ngwaga ono jo bo faphegileng mme ba ne ba dumalana gore le bone ba bo keteke le bana ba sekole seo ka go ikgobokanyetsa madi ba bo ba reka tse di tshwanetseng gore ba tle ba ipuse le baithuti. education 4 Ba tshwenngwa ke dikgotlhang tsa batsadi le bana Kgosi Motshegetsi Bakwena wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole a re o tshwenngwa ke dikgotlhang magareng ga batsadi le bana kwa kgotleng eo. O boletse jaana mo potsolotsong le Kgosi a re ga go na letsatsi le le fetang go sena motsadi yo o tsileng go ikuela ka ntata ya go tlhoka go nna sentle le ngwana. Kgosi Bakwena a re bana ba kgokgontsha batsadi ka go tlhoka tsebe. A re bangwe basetsana ba kgona go lala nageng ba tlogetse batsadi le masea. O ne a bolela fa bana ba basimane bone ba inaakanya le nnotagi mme e re ba tswa koo ba tlhokele batsadi botho ka dipuo tse di botlha. A re dinako tse dingwe batsadi ba fa bana ba basetsana ntlo mo lapeng mme ngwana a bo a tla ka mokapelo gore ba tle go nna mmogo, ntle le tumalano ya batsadi. O boletse fa bana ba basimane ba felela ba talela bommamosetsana mo ba atleng ba ba gogele fa pele ga lekgotla. Kgosi Bakwena o kopile banana go bala molao o o reng ‘tlotla mmaago le rraago gore malatsi a gago a botshelo a a okediwe’. O bile a bolela fa go simolola ka Hirikgong go tsena Sedimonthole ngogola ba nnile le dikgang tsa mohuta oo di le makgolo mane. “Mo kgweding ya Hirikgong e le malatsi a le lesome le bosupa, ke amogetse dingongorego di le nne go tswa mo batsading ba ba farologaneng mme kgang kgolo e le boganana,” a tlhalosa jalo. E re go le jalo, Kgosi a re bana bangwe e a re morago ga go tlhokafala ga motsadi mongwe wa bone, ba gogele yo ba setseng nae fa lekgotleng ba re ba batla boswa. O kopile banana go itse fa molao wa tlhakanelo dithoto o ofa motsadi yo o setseng marapo a go tlhokomela dithoto tsotlhe le gore bana ba ka bona boswa fela fa batsadi ba tlhokafetse botlhe. O ne a bolela fa go sena ngwana ope yo o kileng a tla mo kgotleng ya gagwe a tla go ngongorega ka motsadi. Mo go tse dingwe, kgosi a re dikgang tse dingwe ke tsa go boela morago tshepiso ya lenyalo mo go dirwang ke baratani bangwe. O tlhalositse fa batho ba nna dingwaga tse di ntsi ba sa nyalana, mme ba thusana botshelo, ba tshole bana mmogo le go ipatlela ditsha mmogo. A re bone e le lekgotla ba tsaya batho ba ba ntseng sebaka se se kalo jaaka banyalani, ke sone se e reng fa mongwe wa bobedi jo a ka tlhokafala, ba seke ba letlelele batsadi go ka nna le tshwanelo ya dithoto tse di kgobokantsweng. A re batsadi ba kgona go bolotsa ntwa e e matlho mahibidu phularong ya mongwe wa baratani ba bo ba itatole fa ba itse yo o setseng. A re o rarabolola kgang e gantsi ka go botsa gore, a e rile mosetsana a imile ga go aka ga isiswa mafoko mme fa a ne a isiwa go supa fa mosetsana a itsiwe. society 9 Ikwadisetso bogwera e tsweletse Ikwadiso ya borre ba ba batlang go ya bogwera mo kgaolong ya gaMalete le paakanyetso letsatsi la ngwao di tsweletse. Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi kgolo, Kgosi Tsimane Mokgosi, fa a amogela baeng kwa phuthegong ya paakanyetso letsatsi la ngwao bosheng. Kgosi Tsimane o tlhalositse fa ba kwadisa borre ba ba dingwaga di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo, le botlhe ba ba tlodilweng ke sebaka sa go ya mophatong ka nako ya bone. O tlhalositse fa e tlaa re kgwedi ya Phukwi e le masomemabedi le borobabongwe, dithulaganyo tsa bogwera tse di direlwang mo gae di simologe, mme e tlaa re kgwedi ya Phatwe e rogwa, bogwera bo palame. Kgosi Tsimane o tlhalositse fa e tlaa re bogwera bo sena go palama, kgaolo ya gaMalete e fetoge, ka ba tlaa bo ba sa batle medumo ya dikereke, dibara le ipapatso ya diphathi ka digoagoe kgwedi eo yotlhe. O boletse fa e tlaa re kgwedi ya Phatwe e fela, ba tshware letsatsi la ngwao. O tlhalositse fa go le botlhokwa go atolosa le go somarela ngwao, gore ba tle ba itshedise ka yone. O kopile dikomiti go kopana, mme di fe pego ya tsone beke le beke gore letsatsi la ngwao le tle le atlege. Kgosi o supile fa ba lephata la banana, metshameko le ngwao, ba ba solofeditse go ba fa madi a P20 000 fela, mme a supa fa go le mo maruding a bone go bona gore ba tlaa neela morafe eng ka letsatsi la ngwao. Mo go tse dingwe o boletse fa ba ikaelela go nna le disupiwa tsa dijo tsa setso, tse di apeiwang le tse di rekisiwang le didirisiwa tse di betlilweng ka legong. BOKHUTLO education 4 Dirukutlhi di thukuthile mabitla a Botalaote E rile bosheng, dirukutlhi dingwe tsa thukhutha le go thuba mabitla a kgotla ya Botalaote kwa Mahalapye. Mo potsolotsong, Kgosi Tshipe Tshipe a re ba begetswe tiragalo eo ke rre mongwe yo o neng a ile go lekola lebitla la ngwana wa gagwe mme a le fitlhela ele lengwe la a a amegileng. Kgosi Tshipe a re ba bogosi ba ne ba ya go bona tshenyo e ba e begetsweng eo, mme a tlhalosa fa e le tiragalo e e sa siamang ka matlapa a tura ka jalo masika a baswi a senyegetswe go neela baswi ba bone tlotla ya go ba tsenyetsa meriti ya matlapa. A re tshenyo e tona e e diragetseng kwa mabitleng ao ke go epolola matlapa le go thubiwa ga one. O tsweletse ka go tlhalosa fa dipelaelo e le gore tiragalo e e ka tswa e dirilwe ke magodu a a nang le kamano le bagwebi ba ba rekisang one matlapa ao. O tsweletse a tlhalosa fa pelaelo e nngwe e ka nna bana ba sekole ka go thujwa ga digalase tsa matlapa ao go lebega di ne di tikwa ka maje, selo se a reng se belaetsa fa se ka dirwa ke baithuti ba ba senang tsebe ba ba ralalang mabitla a fa baya sekoleng le ba tswa. A re mo gongwe go ka tswa go dirilwe ke leruo le le sa tlhokomelweng le o fitlhelang le bothile mo mabitleng ao. Kgosi Tshipe a re e re le ntswa mabitla a ageletswe, ga go thuse sepe ka dikgoro tsa one di nna di butswe gonne tsela e e tsenelelang ntlheng ya kgotla ya Botalaote go tswa ka fa sekoleng se sebotlana sa Mahalapye e ralala mabitla ao ka jalo batho ba nna fela ba a ralala. Fa a tswa la gagwe, kgosana ya kgotla ya Botalaote, Rre Obonetse Kakabale, a re o laetse ba twantsho borukutlhi mo kgotleng ya gagwe go lekola tshenyo eo mme ba bolela fa mabitla a a amegileng a le lesome le boraro. A re o maswabi thata ka tiragalo eo ka jalo a kopa batho ba ba dirisang mabitla ao go a tlhokomela. A re ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go bona gore a fa ba beileng baswi ba bone teng go phepa le gone go nna ba kgabola ka a re go dira jalo go ka tila go fa dilalome sebaka sa go ka senya ka kgololesego kwa mabitleng ntle le go tshoganyetswa ke ope. O kopile morafe go thusa mapodise go tshwara dilalome tse di dirileng tshenyo e e kalo eo. Rre Kakabale a re tiragalo ya mothale o ga se ya ntlha ka go kile ga diragala e e tshwanang le eo kwa mabitleng a Xhosa gone mo Mahalapye ka 2012, mme ba molao ba kgona go tshwara dirukutlhi tseo tse mo nakong eno di disitseng poo mo kgolegelong ya Mahalapye. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Bogogi bo amogela pulo ya ofisi ya dipalo Makhanselara mangwe a Bokone Bophirima a galaleditse maiteko a ba lephata la Statistics Botswana a go bula ofisi mo Maun e le tsela nngwe ya go atameletsa banni ditirelo. Ba re bogogi jwa ofisi eo bo tsere tshwetso e e maleba ka jaana ba lemoga botlhokwa jwa gore banni ba akole ditirelo go sena tshokolo. Ba supile jalo morago ga pego ya bodiredi jwa ofisi eo jaaka bo ne bo begela khansele ka tshwetso ya go bula ofisi mo Maun le gone go ba nankolela ka ditirelo tse di tlaa neelwang morafe ke bodiredi. Makhanselara a re a ntse a sokala go bona thuso ka jaana lephata leo le na le diofisi di le pedi fela kwa Gaborone le Francistown, ka jalo ba ne ba tlamega go kopa thuso ka mogala. Ba supa fa ofisi eo e le botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe ka jaana e dira dipalopalo tsa mehama e e farologanyeng. Mokhanselara wa kgaolwana ya Bojanala, Rre Luke Motlaleselo o ne a sa kgale mathe go leboga bogogi a re bo diretse banni ba Ngamiland tiro motlhofo ka jaana e ba kgaotse maoto go tsamaya mosepele o moleele go latela dithuso. Mokhanselara wa Shakawe Borwa, Rre Lesedi Boy le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa lephata leo le dira namane e tona ya tiro mme go lebega ba ntse ba ganelela mo ditoropong. O kopile bodiredi go anama le kgaolo go rera efangedi a re go botlhokwa gore morafe o tlhaloganye sentle gore mangmang wa tiro ya bone ke eng. A re seo se tlaa oka banni gore ba ba eme nokeng gore ba kgone maikaelelo a bone. E ne e rile go le pele, mogolwane go tswa kwa Statistics Botswana, Mme Boitumelo Gaongwalelwe a tlhalosa fa ofisi eo e tlaa bulwa Motsheganong a rogwa. O boletse fa tshwetso eo e tserwe jalo e le go diragatsa maitlamo a puso a go atumeletsa banni ditlamelo, a tlatsa ka go re kgaolo ya Bokone Bophirima e ntse e thusiwa ke ofisi ya Francistown. Ka jalo, a re ofisi ya Maun e tlaa bo e thusa kgaolo ya Ngamiland le Chobe, a tlatsa ka go re maikaelelo magolo ke go fefosa tiro le gone go fokotsa ditshenyegelo tsa bodiredi ka jaana ba ne ba tshwanelwa ke go ya dikgaolong go ya go dira dipalo. Gantsi ofisi eo e itsege ka palo batho e e dirwang morago ga dingwaga tse di lesome mme Mme Gaongwalelwe o boletse fa gape ba anamisa kitso kana melaetsa ka tsa kgwebo, bojanala le tse dingwe dikgang. A re melaetsa kana dipatlisiso tseo di buletse batsayakarolo botlhe e ka nna magosi, baitseanape, maphata a puso le a a ikemetseng ga mmogo le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO society 9 Kgosi o rotloetsa dikole Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare o rotloeditse dikole tsa motse wa gagwe go dira ka natla gore maduo a tsone a fitlhelele kwa seelong se se beilweng. Fa a bua kwa moletlong wa go abela sekole se sebotlana sa Mmutle Memorial seetsele sa gore se fentse sa Sefhare se sebotlana mo maduong a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng bosheng, Kgosi Modise o ne a bolela fa maduo a dikole tse dipotlana tsa Sefhare a sa nametse. A re ntswa ngwaga le ngwaga a abela sekole se se fentseng se sengwe mo motseng wa gagwe sejana, ga a kgotsofalele maduo a tsone tsotlhe ka a le kwa tlase. Kgosi Modise o ne a gwetlha botlhe ba ba amegang go tshwaraganela thuto ya bana ba bone. A re ntleng ya go tshwaraganela thuto ga batsadi, barutabana le bana le seabe ga go na go tswa maduo ape a a kgatlhisang. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Sefhare Rre Barulaganyi Rasekgantsho o ne a supa fa e le ba dikole tse dibotlana tsa motse wa Sefhare ba amogetse ka tsoo pedi mogopolo wa ga Kgosi Modise wa go rotloetsa dikole tsa motse wa gagwe go ntsha maduo. Ka jalo a re ga ba itumedisiwe ke gore ga ba ise ba tshware seelo se se beilweng sa 80%. A re e le bagokgo ba dikole tsa Sefhare ba leka ka tsotlhe tse ba ka di kgonang go tokafatsa maduo a dikole tsa bone mme ba na le tshepo ya gore ba tla a fitlha kwa ba tshwanetseng go fitlha teng. Rre Sekgantsho a re fa sekole se dira sentle se fa botlhe ba ba amegang seriti. A re ga go ree gore Kgosi Modise o na le madi a mantsi fa a rotloetsa dithuto mo dikoleng tsa motse ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a tsee malebela mo go se a se dirang. A re gore maduo a tswe mo dikoleng go tlhoka tshwaragano. BOKHUTLO education 4 Twantsho borukutlhi e tlhoka tshwaragano Modulasetilo wa baithaopi ba ba tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng, Mme Bosenyegile Phuthego, a re tlhokomelo ya balwetse ee lolameng e bile e le phepa e rotloetsa pholo. O buile se bosheng fa komiti e, e ne e abela balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng dimpho kwa kgotleng ya Rakgomo kwa Serowe. Komiti e ne ya abela balwetse ba le lesome le botlhano dikolotsana (wheel chairs) di le tharo, dikobo le melora, tse tsotlhe di lopileng P27 000. A re mowa wa boithaopo o botlhokwa ka puso ka yosi e ka se kgone, a supa gore ntle le boithaopo jwa bone, go ne go se motlhofo go fitlhelela dikeletso tsa bone ka ntata ya letlhoko la madi. Mme Phuthego a re ba ithaopile ba setse morago lefoko la modimo le le reng rata mongwe ka wena jaaka o ithata. Ntswa komiti e e simolotswe ke bomme ba le masome a mane le bongwe le rre ale mongwe fela yo o sa tlholeng a le botshelong. mme jaanong e na le maloko a le masome a matlhano le bongwe. A re kwa tshimologong ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi ka bangwe ba ne ba kganelwa go tsena mo malwapeng, bangwe ba ba bitsa maina, mme seo sa seka sa ba kgoba marapo. Mme Phuthego a re ba ne ba dira jalo ka lerato ba sa amogele sepe, ebile ba tsamaya ka dinao ba tlhola balwetse. A re ke ke seo ba neng ba thulanya ditlhogo, ba tswa ka methale ya go kgobokanya madi jaaka maitiso a meopelo le go rekisa dijo. Mme Phuthego o ne a kgothatsa morafe go tlhagafalela tlhokomelo ya balwetse. O ne a akgola baithaopi ba Community Home Based Care, ba botsogo le morafe go bo ba supile maitlamo mo go fitlheleleng moono wa bone. Mongwe wa baithaopi yo o neng a eteletse komiti e e neng e baakanyetsa moletlo o , Mme Lesego Ngwako a re ba ne ba kopa dithuso mo bagwebing go re batle ba kgone go atlega. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Phase IV o batla thuto ya tiro diatla Banni ba kgotla ya Phase IV kwa Francistown ba re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036, thuto e bo e tswakantswe le thuto ya tiro ya diatla. Ba ntshitse mogopolo oo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo setshabeng ka tebelopele ya 2036. Mongwe wa banni, Mme Kelebogile Lekang, o tlhalositse fa thuto e ile kwa tlase ka ntata ya gore bana ba imetswa dithuto kwa dikoleng ba sa le ba botlana. Ka jalo a re go dira jalo go bolaya ditlhaloganyo tsa baithuti mme seo se feletse se baka gore baithuti ba palelwe ke go ntsha maduo a a itumedisang. O bile a kopa gore baithuti ba ba sa dirang sentle mo dithutong tsa bone ba fiwe sebaka sa go boelela dithuto go na le go fetisiwa fela. E ne ya re fa a tswa la gagwe, Mme Marea Gaolefufa a kopa gore puso e seka seke tsela e mo go yone go thapiwang badiri mo ditirong. O boletse fa a le sebete se molangwana ka fa go lopiwang maitemogelo a dingwaga a batho mo ditirong. Mme Gaolefufa a re selo se ka bosone se baya ba le bantsi ka fa mosing, segolo bogolo banana ba dialogane le ntswa ba na le dithutego tse di tlhokafalang tsa tiro eo. Rre Nimrod Thankene ene o tlhalositse fa banana ba lefatshe leno ba na le bodiragatsi le bokgoni jwa go tsamaisa dikgwebo, mme se se tlhokafalang fela ke gore ba rutuntshiwe ga mmogo le go nonotshiwa go ribolola bodiragatsi go itshetsa. Rre Thankene a re fa banana ba ka rutuntshiwa ka tsamaiso e e lolameng ya kgwebo go ka thusa go itsa gore dikgwebo tsa bone di phutlhame. Mo go tse dingwe, Rre Thankene a re o eletsa gore dikgosi di okelediwe dithata tse di ka ba kgontshang go gagamaletsa dirukutlhi setoropo. Fa a ba kgwa dikgaba, leloko la lekoko la 2036, Mme Regina Vaka, o ne a tlhalosa fa megopolo ya bone e le botlhokwa fela thata mo go ageng setshaba sa lefatshe leno. Mme Vaka o bile a supa matshwenyego mabapi le dipalo tse di boutsana tsa banana go ntsha megopolo ya bone ya tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036 le ntswa e le bone baeteledipele ba ka moso ba lefatshe leno. Le fa go ntse jalo, Mme Vaka a re ka ba itemogetse gore banana ga ba tsene diphuthego tsa kgotla go ntsha dikeletso tsa bone, ba dirile gore go nne le tsela e ka yone ba ntshang megopolo ya bone ka tiriso ya maranyane a segompieno a tshwana le Facebook le Twitter. education 4 Sedibelo Fest e tsosolosa ngwao ya Bakgatla Kgotla kgolo ya Bakgatla e ne e kgabile ka Lwetse a le lesome le bosupa jaaka Bakgatla ba ga Kgafela ba ne ba ipelela moletlo wa Sedibelo Fest ka setlhogo se se reng Ngwao Khumo Ya me. Ka morafe o o itsiwe ka koma, ba bo ba dumaduma borre le bomme ba mephato ba supa bothakga jwa pina ya Sekgatla le kapari ya bone. Banana ba seka ba salela kwa morago ba supa bokgeleke jwa puo ka maboko a a neng a emeletsa bomme ka megolokwane le bo borre ka melodi. Masupatsela le bone ba bo ba lakasela ba relela, mmino wa Setswana ga mmogo le wa polka o binwa ka bothakga ke ditlhopha tsa motse, dijo le tsone go jewa tsa setso. Letsatsi le simolotse ka mogwanto o o ne o eteletswe pele ke setlhopha sa masupatsela go tswa kwa Sethobong go ya kwa kgotleng kgolo kwa ditiragalo tsa letsatsi di neng tsa simolola teng. E rile a amaogela morafe, Kgosi Segale Linchwe a tlhalosa fa moletlo wa Sedibelo Fest o le botlhokwa ka jaana o remeletse mo ngwaong le ditso tsa Sekgatla. O ne a tlhalosa fa monongwaga moletlo o o tlhagolela boipuso tsela ka o akaretsa motseletsele wa ditiragalo tsa ipelo. A re moletlo o, o simolodisitswe ke Kgosikgolo Kgafela II morago ga leso la ga rragwe Kgosi Linchwe II mme wa ema ka ngwaga wa 2012. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segale a re ba ikaelela go ipelela moletlo oo ngwaga le ngwaga. Fa a tswa la gagwe, sebui sa letsatsi go tswa kwa ofising ya banana metshameko le ngwao mme Setshego Makgatle o ne a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e rotloetsa ebile e ema nokeng meletlo le mediro ya ngwao. A re ba rotloetsa thata gore merafe e supe dingwao tsa yone, a tlatsa ka gore batsadi le bone ba rute bana ka dingwao tseo. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa moletlo o gape o ka thusa thata go somarela ngwao ya Sekgatla mme a gwetlha bagolo a re go mo maruding a bone go tlhomamisa gore ngwao ga e nyelele. A re moletlo o tlotlomatsa bagaka ba Bakgatla ba bannye le ba ba tona. Mme Makgatle a re e le ba ofisi ya banana, metshameko le ngwao mo Kgatleng, ba ikaelela go tsamaya le dikole tse dipotlana ba ruta bana ka ngwao mme a fa sekai a bo a akgola bana ba sekole se sebotlana sa Mmusi ba ba ipitsang Drum Majorrete ba ba neng ba diragatsa a re go a nametsa go bona bana ba tsenya letsogo e bile ba diragatsa ba sale babotlana. A re moletlo wa Sedibelo Fest o tlotlomatsa ngwao ya Bakgatla ka kopelo, kapari, tsamaiso, le maboko a Sekgatla tse a reng di itlhaola di bo di farologana thata le tsa merafe e mengwe. Mokgatle o ne gape a kaya fa Sedibelo Fest e lemoga thata dingwao tse di faraloganeng tsa batho ba ba nnang mo Mochudi a fa sekai ka bomme ba Baherero ba Pilane ba ba neng ba kgabile ka kapari ya bone, a tlatsa ka gore go ya pele barulaganyi ba akaretse go abelana ngwao ga merafe e e nnang mo motseng. “Go ya pele keletso ke gore moletlo o wa Sedibelo Fest o gole, o oke dipalopalo tsa batho o bo o goroge mo seemong sa meletlo e tshwana Dithubaruba le Domboshaba, seo se ka kgonega fa morafe o ka tshwaragana wa neelana megopolo ya go tlhabolola letsatsi le.” Mokgatle a tshwaela. E rile Rre Basiki Lebekwe yo e bileng e le modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa metse a leboga morafe, o ne a gatelela gore morafe o tshwaragane ba bolelane ditiro tsotlhe tsa motse a re seo se ka tlhomamisa fa morafe otlhe o tlaa nna le kitso le go tlhaloganya ditiragalo tsa motse wa bone. Rre Lebekwe o ne gape a leboga badiragatsi botlhe mme a gatelela fa a leboga thata badiragatsi ba banana ba e neng e le bone ba palo ntsi go fetisa bagolo. E re dikgang di eme jalo, fa ba buisana le BOPA Mme Botshelo Radikolo le Mme Boipelo Molefe ba ba neng ba rekisa dijo ba kaya fa ba bone dipoelo mme ba re ba na le tsholofelo ya gore dingwaga tse di tlang fa moletlo o gola dipoelo le tsone di tlaa gola. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mopalamente o rola molao wa banyalani Molao o o ntshitsweng bosheng wa gore banyalani ba ba tlhakanetseng dithoto ba ka di kgaogana ba ntse ba le mo lenyalong o amogetswe ka tsoo pedi ke banni ba Mathangwane. Se ba se supile bosheng mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa bone Rre Fidelis Molao. E rile a tlhalosa ka molao oo, Rre Molao a bolela fa o tla a letlelela gore batho ba ba ntseng ba le mo lenyalong la tlhakanelo dithoto ba kgone go di kgaogana ba ntse ba le mo lenyalong fa ba bona go sena tsamaiso kgotsa tumalano e e lolameng ya dithoto tseo magareng ga bone. O tsweletse a re molao o setse o ntshitswe kwa palamenteng mme ga o ise o tsene mo tirisong, a tlatsa ka gore o tla a rotloetsa banyalani go dirisa dithoto tsa bone ka kelotlhoko le ka botlhale ka ba itse fa go tla a bo go senyegelwa bone ka bonosi. Go ya ka molao o, Rre Molao o tlhalositse gore motho o ka bua le yo a nyalaneng le ene fa a bona tiriso botlhaswa ya dithoto. Mme e re ba sena go dumalana ka kgaogano dithoto, ba begele botsadi kgotsa bommaboipelego. A re se, e tla a bo e le go itirela bosupi ke mongongoregi gore e re kgang e goroga kwa kgotla tshekelo a bo a ka sekegelwa tsebe. Mopalamente Molao o tlhalositse gape gore go dira jalo go tla a bo go sa reye gore batho ba a kgaogana mme go tla a bo go raya fela gore ba tlhaloganya seemo sa bone botoka e bile ba bone tsela ya go se rarabolola. E rile mongwe wa banni ba motse oo Mme Kesego Poloko a ntsha la gagwe, a tlhalosa fa a itumelela molao o fela thata ka a dumela gore batho bogolo jang basadi ba tla seka ba iteseletsa fela ba sa dire sepe mo lenyalong. O tlhalositse fa a dumela gore ba tla a nna le mowa wa go itirela ba ntse ba le mo lenyalong ba sa beye matshelo a bone mo go ba ba nyalaneng le bone. Rre Thobane Johnson yo o neng a bolela fa a le mo lenyalong la tlhakanelo dithoto, o tlhalositse fa a dumalana le molao o o ka go le gantsi mongwe wa banyalani o kgona go dirisa dithoto botlhaswa fa gongwe yo a nyalaneng le ene a sa itse. Rre Johnson a re molao o,o ntshitswe mo nakong e e siameng e seemo sa itsholelo se leng kwa tlase ka o fitlhela batho ba nyalana ka mabaka a eseng a nnete, motho a gabile dithoto tsa yo mongwe. BOKHUTLO society 9 Komiti ya batsadi le barutabana e kopa kemonokeng Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole sa Morama kwa Jwaneng, Rre Kabelo Gothaang o kopile batsadi ba baithuti ba sekole seo go ema dikeletso le maikaelelo a komiti eo nokeng gore ditiro tsa yone di tle di atlege. O tlhalositse mo phuthegong ya batsadi le barutabana gore sekole sa Morama se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya didirisiwa tsa dithuto tsa diatla mme komiti ya gagwe e ikemiseditse go kokoanya madi gore e thuse mo dilong tse puso e tlhaelang mo go tsone, ka jalo e ka kgona fela ka kemo nokeng ya batsadi. O boletse fa gape mabala a se mo seemong se se siameng, ka jalo a kgothatsa batsadi gore ba tsenye letsogo gore go thapiwe batho ba ba tla a baakanyang gore bana ba kgone go tsenelela metshameko. Modulasetilo gape o boletse fa mo bogaufing go tlaa nna le khupele khupele e le tsela nngwe ya go kgobokanya madi go thusa sekole. O kopile batsadi go ntsha dithuso dipe fela tse ba nang le tsone gore tiro ya mofuta o e atlege. Le mororo ba lebanwe ke dikgwetlho, Rre Gothaang o supile fa ba kgonne ditiro dingwe mo ngwageng o o fetileng. A re ba ne ba tsenya dibalamakgolo le maranyane a enthanete mo sekoleng gammogo le gone go aga meriti ya dikoloi. A re ba ikaelela go tokafatsa ka fa ba tlhaeletsanyang le batsadi ka teng, ka jalo mo nakong e e tlang ba tla a phatlhalatsa ditaletso tsa diphuthego ka melaetsa ya megala ya lotheka. A re ba lemogile fa se se ka tswa maduo ebile go netefatsa le gone gore batsadi ba bone ditaletso tsa diphuthego. Le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile fa a le ‘bete se molangwana ka gore bontsi jwa batsadi ga bo tsene diphuthego le ntswa go buiwa ka bokamoso jwa bana ba bone. A re go tlhoka go tsena diphuthego mo go na le seabe se se golo mo maduong a bana a ditlhatlhobo gammogo le leina la sekole. O tlhalositse fa mo bogaufing go tlaa nna le phuthego ya batsadi ba bana ba ba dirang mophato wa boraro, ka jalo a ba kgothatsa go ititaya ka thupana go tla ka makatlanamane gore go buisanngwe ka ditsela tse di ka thusang bana go tswa ka maduo a a botoka mo ditlhatlhobong tse di tlang. BOKHUTLO education 4 Radisele o tla agelwa kampa ya sepodise Banni ba Radisele mo kgaolong ya Serowe Borwa, ba itumeletse mogopolo wa mmuso wa go ba agela kampa ya sepodisi mo ngwageng wa madi wa 2018/2019. Banni bao ba supile boitumelo jo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogolwane wa mapodisi a kgaolwana eo Sub Inspector Tshekiso Mothanka. Ba re go agiwa ga kampa ya sepodisi mo Radisele ke tsela nngwe ya go isa ditlamelo kwa bathong le go lwantsha seemo se se golelang pele sa dipetelelo,bogodu jwa loruo le dititeo tsa batho tse gantsi di dirwang ke batho ba ba itontelang dino le ditagi. Batho bao, ba ba neng ba akaretsa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Boipuso Motsamai le kgosana ya kgotlana ya Mmapetlwana Rre Abraham Thuto ba dumelane gore diofisi tseo tsa mapodisi di agiwe mo kgotlaneng ya Maphaphamane. Ene e rile go le pele Sub Inspector Mothanka a bolelela banni ba Radisele gore le ntswa e le keletso ya mmuso go isa ditlamelo kwa bathong sebe sa phiri ke tlhaelo ya madi le bodiredi. A re o na le tsholofelo ya gore morago ga go agiwa ga diofisi tseo mo ngwageng wa madi wa 2018/19, mmuso o tlaa leka ka bojotlhe go oketsa palo ya mapodisi mo motsing wa bone go itepatepanya le borukutlhi mo Radisele le metse e e mabapi jaaka Mogome, Mokgware le Madiaela. Fa dikgang di eme jalo mapodisi a Palapye a ne a sireletsa koloi ya bojalwa e e neng ya wa dikhilomithara di se kafe go tsweng mo Radisele. Baboni ba tiragalo eo, ba re koloi eo e ne e tswa Gaborone e ya kwa Bokone jwa lefatshe leno, mme ba bolela fa go sena ope yo o boneng dikgobalo tse di masisi. Le fa batho bangwe ba kgonne go tsaya majalwa ka nako ya tiragalo eo, mapodisi a ne a leka ka bojotlhe go thibela batho go itseela dithoto tse e seng tsa bone. society 9 Twantsho mogare ke ya botlhe Mopalamente wa Molepolole Bokone, Re Muhammed Khan o akgoletse puso ka ntwa e e boloditsweng kgatlhanong le HIV/AIDS. E rile a bua kwa segopotsong sa HIV\AIDS,Mopalamente Khan a tlhalosa fa mogare wa HIV osa itse letso, mmala, bohumi kgotsa bohumanegi jalo o tlhasela mongwe le mongwe. One a kgothatsa setshaba gore se tshwanetse sa tshwaraganela twantsho ya segajaja, mongwe le mongwe a ipotse gore ene seabe sa gagwe ke eng. “Moroto wa esi gao ele,ebile kgetsi ya tsie e kgona ke go tshwaraganelwa,” ga buwa jalo Re Khan. O ne a bolela fa a nnile lesego thata gore ko palamenteng a tlhophiwe mo komiting ya botsogo jalo otlaa netefatsa gore o bereka ka thata gore Bakwena le Batswana ba mo botsogong jo bo siameng. Mopalamente one a gakolola setshaba gape gore ga goa siama go ipatlela melemo ke motho faa ikutlwa asa tsoge sentle, mme gole botlhokwa go bona ba bongaka, abo o tlhatlhobiwa, jalo a alafiwe mo go maleba. One a gakolola banana go ikgapha mo go iphitiseng dino ka le tsone dika baka gore motho a seka a nna le maikarabelo mogo tsa tlhakanelo dikobo,jalo a seka a itshireletsa, abo ale mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke bolwertse jwa segajaja. Ee rile mogo la gagwe,Moeteledipele wa komiti ee itebagantseng lego lwantsha kanamo ya bolwetse jwa segajaja mo kgaolong ya Kweneg Botlhaba Mme Theresa Makati, a tlhalosa fa go tlhobaetsa ka gore seemo sa mogare mo kgaolong se golela godimo. One are go bonala fa batho basa itlhatlhobele mogare wa HIV jalo bontsi gabo itse seemo sa bone. Mme Makati o tlhalositse gape gore, ditshupetso di supa fa malwetsi a tlhakanelo dikobo (STI`s) a anama ka bontsi mogo supang go tlhoka go dirisa dikausu ke batho. One a re seemo se se a tshwenya ka gore malwetsi a tlhakanelo dikobo a okeletsa motho seemo sa go tsenwa ke mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS. O kopile Sechaba gore fa motho a ile go itekodisa ko ngakeng, ere a fiwa kalafi, a buwe le palo ya bagokagani ka ene jalo le bone batle ba fiwe kalafi go fokotsa kanamo ya malwetsi. O gakolotse Sechaba go seka ba itebala fa go ketekwa malatsi a boitapoloso, jalo ba tswelele ba itshireletse. Mme Elizabeth Ramollale, yo eleng mme yoo ikamogetseng seemo sa gagwe sa go tshela ka mogare o gakolotse sechaba gore dijo ke molemo o motona, jalo batho ba tshwanetse go netefatsa gore faba tsaya diritibatsi, ba je dijo tse di itekanetseng. O gakolotse Sechaba go tsaya dithuto ka malwetsi ka tlhwaafalo le bogakolodi mo baitseanapeng ba tsa dijo tse di siametseng mebele tebang le bolwetse. Mme Elizabeth one ebile a fa sekai ka ene gore o lebega ale monnye mo dingwageng tsa gagwe, jalo se se supa gore oa itlhokomela. O gakolotse sechaba gore ba tshwanetse go itse bokete jwa madi le mafura mo mebeleng ya bone. Rre Issac Rasesia yo eleng moeteledipele wa tsa itshireletso, botsogo le tikologo mo Komponeng ya Estate Construction o tlhalositse fa motho a tshwanetse go bereka maikutlo le botsogo di tsepame sentle, seemo sa tikologo yamo mmerekong le yone ele ee babalesegileng. Rre Rasesia one a tshwaela fa batho basa tsibogele bokopano le dithuto ka bolwetse jwa segajaja mme se se tlhobaetsa ka dipalo tsa baba amilweng ke bolwetse tsone di tsweletse ka go golela pele mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba. O tlhalositse fa kompone ya bone e ikopantse le makalana ale mmalwa a botsogo ele go leka go lwantsha malwetse. One a tlhalosa fa ko komponeng ya bone ba tlhola ba laletsa makalana a botsogo gotla go tlhatlhoba le go rutuntsha badiri ba bone ka malwetse.O rotloeditse dikompone tse dingwe le tsone go nna le seabe mogo berekeng le ba botsogo go lwantsha bolwetse jwa segajaja. Mopalamente wa Molepolole Borwa yo le ene e neng ele molalediwa wa tlotla e rile a leboga a kopa Sechaba go tshwaragana ba nna seopo sengwe tebang le go lwantsha bosenakitso ka mogare wa HIV/AIDS le go rotloetsa kemo nokeng mogo baba amegileng. Mookamedi wa Tebelopele ya Molepolole Mme Odirile Ntime o gakolotse go sechaba iphapha, baba iseng ba amiwe ke mogare le gore ba o setseng oba amile ba itlhokomele. Go tlhalositswe fa komppone ya Estate Construction ee leng yone e agang mamelo a dipalamo mo Molepolole, e nnile le seabe sa madi a P3 000 go rotloetsa letsatsi la segopotso sa segajaja. politics 7 Khansele ya Borwa e tlaa epa mabitla Banni ba Kanye ba dumalane gore mabitla a a bolokelang morafe a tsewe ke khansele e a tlhokomele ebo e a epe. Ba dumalane jalo mo phuthegong ya kgotla morago ga gore mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso, a ba lekodise ka tshwetso ya khansele go laola mabitla a morafe ka Labotlhano. Mokhanselara Seametso o ba boleletse gore mabitla a magologolo aa kwa Kgwatlheng a tletse jaanong go hudugetswe kwa go a masha. O boletse fa malatsi ano bagolo ba palelwa ke go epa mabitla a baswi mme ba hira batho ba ba epang, ba a reng ba batla dijo, bojalwa, motsoko le dipalamo, gape go majwe se a reng se ketefalela morafe mme ba tsaya tshwetso ya gore khansele e tseye marapo. Rre Seametso o boletse fa khansele e tlaa lopa lekgolo la dipula go epa lebitla, mme o ne a kopa maitshwarelo ka go baya ditlhwatlhwa ba ise ba rerise morafe. A re khansele e tlaa dira matlwana a boitiketso e bo e kata mabitla. O boleletse phuthego fa baswi ba tlaa beiwa ka go tlhatlologana ka dinomore le go leka go somarela lefatshe. Banni ba amogetse mogopolo ba re o montle thata ba re khansele ga e a bolo go diega go dira jalo. Ba boletse fa ba tshwenngwa ke mabitla aa fa gare ga motse a Mmalekwa a a fitlhetseng dikgosi tsa bogologolo, balaodi ba maloba ba makgoa le baruti ba bolela fa a sa tlhokomelesege. society 9 Kgodiso ya ngwana e tlhoka matsetseleko Kgodiso ya ngwana ke lomao lo lo ntlha pedi lo lo ka tlhabang kobo le moroki. Nako e nngwe setho le boitshwaro jwa motsadi di ka godisa ngwana sentle, mme fa e le jo bo sa itumediseng le jone fela jalo ngwana o ka bo kopa mme a tswa mo tseleng. Bana ke teemane ya lefatshe leno. Ke sone se puso e duleng ka ditsela tse di farologaneng le melao e e sireletsang ditshwanelo tsa bana morago ga go lemoga fa di gatakwa ka dinao. Mafoko ao a builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, fa a ne a bula semmuso bokopano jo boneng bo boloditswe go tla go bopa komiti kgolo ya kgaolo potlana ya Palapye. Rre Molefi a re puso e tsile ka melao e le mmalwa go sireletsa ditshwanelo tsa bana, a tlhalosa fa maikaelelo e le go bona gore melao e e amang ditshwanelo tsa bana e tsenngwa mo tirisong. A re bana ba nako eno ba botlhale fela thata ga ba tshwane le ba bogologolo ba ba neng ba bolelelwa ka meila, a supa fa ba nako eno ba batla tlhaloso e e nitameng e bile e le boammaaruri. A re dinako di fetogile, botsadi bo tlhokana le go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana, a tlatsa ka go re ke tshwanelo ya batsadi go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana le go ba godisa sentle ka setho se se eletsegang. A re melao ya ditshwanelo tsa bana e diretswe go ba aga le go ba bopela mo sethong se se amogelesegang, ka go twe lore lo ojwa lo sale metsi. O tlhalositse fa kgodiso ya bana ba malatsi ano e na le dikgwetlho tse di tlhokang boikarabelo jwa batsadi go itse le go tlhaloganya bana. A re kgang kgolo ya bokopano ke go bua ka kgodiso, ditshwanelo le tshireletsego ya bana. Ka jalo e tlhoka gore ba-na-le seabe botlhe ba tsee boikarabelo le go tswa ka maano a a nitameng a ka fa go bopiwa ga komiti kgolo ya kgaolo go ka ba solegelang molemo ka teng mo go busetseng bana mo tseleng ya setho le go ba bopa gore e nne banna le basadi ba ba nang le boikarabelo isago. A re go nna motsadi ke kgwetlho e ka nako e nngwe e tshikhinyang maikutlo, mme go se na ka fa motho a ka ikapolang botsadi ka teng. Rre Molefi a re mongwe wa baitseanape o kile a re, ‘go nna motsadi ke tiro ya dioura di le masome mabedi le bone tse di sa duelelweng, go se na malatsi a boitapoloso kana tlhatloso maemo, mme fa o dirisa dioura tseo sentle, o tlaa itumelela maduo a tsone. Nako e nngwe o fetoga motho yo o nnang o omanetse ruri, mme kwa phelelo go tsise ditshego, monyenyo le boitumelo. Bokhutlo education 4 Borukutlhi bo a tshwenya kwa Bobirwa Mapodisi a Bobonong a bolela fa borukhutlhi bo ile magoletsa kwa kgaolong ya Bobirwa. Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodisi Bobonong, Rre Mack Sonny, ba tlhotlhomisa ditiragalo tsa thubetso di le mmalwa. Rre Sonny o tlhalositse gore ba ne ba amogela dipego tsa dikgang tsa thubetso di le pedi ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi le boraro. A re mo kgannyeng ya ntlha, ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo a thubeditseng mosetsana wa dingwaga tse masome a mabedi. A re go utlwala fa tiragalo e e diragetse kwa nokeng ya Motloutse kwa Bobonong bosigo. Rre Sonny a re e ntse e le ka lone letsatsi leo, ba ne ba amogela pego e mo go yone mosimane wa dingwaga tse di lesome le bone a thubeditseng mosetsana wa dingwaga tse di lesome le borataro kwa kgotleng ya Borotsi kwa Bobonong bosigo go robetswe. A re letsatsi morago ga la Botsalo jwa Morena, ba ne ba amogela pego e mo go yone rre mongwe wa digwaga tse di masome a mabedi le bosupa a beteletseng mme mongwe wa dingwaga tse di lesome le bofera bobedi kwa masimong a Godumapula kwa kgaolong ya Bobirwa. O supile matshwenyego ka seemo sa borukhutlhi se a reng se tsaya phekelo e sele kwa kgaolong eo, bogolo segolo dikgang tsa thubetso. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Tshaba ya Botswana e tshwana le ya Israel - Moruti Sejakgomo Mapodisi a Tshane kwa kgaolong ya Kgalagadi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lesea la dikgwedi di ka tshwarang lesome le bone le neng la tlhokafala kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa, morago ga go gatiwa ke rre mongwe a ntsha koloi mo lwapeng. Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o boleletse fa ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le tiragalo e. A re mmelaelwa o tlhalositse fa a ne a fa lesea thuso ya ntlha ya potlako mme a mo ragosetsa kwa kokelong ee potlana ya Hukuntsi kwa ba bongaka ba fetileng ba mo tlhatlhoba mme ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse. Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme serepa sone se santse se tshegeditswe kwa setsidifatsing go ditlhatlhobiwa. Supt Jorowe ne a tswelela a tlhalosa gore fa mmelaelwa a ka bonwa molato, o ka duedisiwa madi a a ka tshwarang P5 000 go ya kwa godimo, mo godimo ga moo, a bo a gapelwa setlankana sa go kgweetsa selekanyo sa dingwaga tse pedi. O ne a gwetlha bakgweetsi go nna kelelelo ka seemo sa tikologo ka nako tsotlhe pele ga ba ka tsena mo koloing le gone gore ba sekaseke koloi ka fa tlase go netefatsa gore ga gona sekgoreletsi sepe go hema dikotsi tsa mohuta o. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Jorowe, o ne a supa fa kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba gatisitse dikgang tsa melato e e ka tshwara lesome le motso go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa go fitlha e ya fifing. A re ba gatisitse melato ya matshosetsi a polao e le mene, dititeo tse di bakileng dikgobalo di le tharo, kgetsi e le nngwe ya bogodu jwa leruo, molato o le mongwe wa go kgoreletsa ba sepodise mo tirong ya bone le o le mongwe o ka one mogwebi mongwe kwa Hunhukwe wa marekisetso a bojalwa a neng a tswelela ka go rekisa morago ga dinako tse di beilweng. Supt Jorowe o ne a gakolola bagwebi go obamela melao ya thekiso ka dinako tsotlhe. religion_and_belief 8 Rabalemisi o rolela banana ba Tonota hutshe Rabalemisi wa kgaolo potlana ya Tonota, Rre Kebaabetswe Koti a re o leboga go menagane banana ba Tonota go bo ba tsweletse ka go supa kgatlhego e nametsang mo temong. Rre Koti o ntshitse kakgolo eo bosheng fa a buisana le BOPA mo potsolotsong mme o tlhalositse fa e re le ntswa ikwadiso ya ditema tsa paka eno ya ngwaga di santse di tsweletse, ke banana ba le masome a marataro le borataro ba ba supileng kgatlhego mo temong. O ne a tlatsa ka gore bone banana bao ba lemile ditema tse dintsi thata, ka jalo a tlhalosa fa go bo banana ba ba supa kgatlhego mo temong e le sesupo sa gore e le ruri ba lemoga fa temo e le yone konokono ya go ba thusa go itepatepanya le manokonoko a segompieno a letlhoko la ditiro le lehuma le le tseneletseng. “Temo e botlhokwa fela thata mo matshelong a Batswana ka kakaretso ka jaana e na le seabe se segolo go ka hehosa go tlhama diphatlha tsa mebereko le gone go thusa lefatshe leno go ntsha dijo tse di lekaneng,” a bua jalo Rre Koti. O bile a kgothatsa banana ka kakaretso go nna le maitemogelo a a kwa godimo go tsaya ka tlhwaafalo temo mme a re puso le yone e tsweletse ka go ema nokeng balemi ka mananeo a farologaneng ga mmogo le lenaneo la dithuso la madi a banana. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Koti a re dipula tse di tsweletseng ka go gosomana lefatshe ka bophara di ka nna tsa nna le kgonagalo ya go fokotsa selekanyo sa temo e neng ba e solofetse mo moleming mongwe le mongwe. A re ka ntateng ya makgobokgobo a metsi a senyakang dijwalo, tsholofelo e nna ko tlase mme gape a re dipula tse di nnile le ditlamorago tsa go kgoreletsa balemi bangwe go lema mo kgaolong ya gagwe. Rabalemisi o ile a kopa balemi ba go nna jalo go busetsa ditsompelo tsa temo di akaretsa dipeo gore di tle di somarelwe sentle. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Majalwa a apewang mo malwapeng a tshwenya Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Woodhall mo Lobatse a re ba tshwenngwa ke dikopo tse dintsi tsa go rekisa majalwa a a apewang mo malwapeng. Kgosi Itumeleng o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya bogogi jwa kgaolo eo bosheng. O tlhalositse gore ba tsere tshwetso ya nakwana ya go emisa go fa diteseletso tsa go rekisa majalwa a a apewang mo malwapeng, a a akaretsang bojalwa jwa Setswana, khadi le setopoti morago ga go amogela dikopo tse dintsi le ntswa marekisetso a bojalwa a tletsetletse mo kgaolwaneng eo. A re mapodisi gape ba lemogile gore bagwebi bangwe ba majalwa a a apewang mo malwapeng ba dirisa diteseletso tse di setseng di fedile, mme ba sa di shafatse. A re gape ba lemogile gore bangwe ba tsaya diteseletso, mme go tswa foo ba apee majalwa a a seng ka fa molaong, gape ba sa obamele le dinako tsa go rekisa. O tsweletse a tlhalosa gore ba lemogile gore dipoto di leswafatsa tikologo, le gone gore di rotloetsa tlolo molao, go akaretsa tiriso ya matlhapa. Kgosi Itumeleng o tlhalositse gore bagwebi ba majalwa a mo malwapeng ba tshwanetse go nna le fa ba apeelang bojalwa teng, e seng gore bo nne fa bana ba robalang teng. Mothusa ramapodisi a Woodhall, Assistant Superintendent Zane Mapini, a re ba tshwaragane le namane e tona ya melato ya go golafatsana mo go dirwang kwa dipotong masigo. Rre Mapini a re bothata jo bongwe ke medumo, mme borukutlhi le jone bo golela pele. A re gongwe dilelo di ka fokotsega fa majalwa a a rekisiwang mo malwapeng a ka emisiwa. Rre Masego Kantini, yo e leng ralekgotla ene o supile gore ope fela yo o sa diriseng teseletso ya gagwe sentle o tlaa tseelwa kgato. A re diteseletso tsa bone ga di a tshwanela go shafadiwa di feletse ruri. O kopile gore boralekgotla ba fiwe dithata tsa go kgalema botlhoka tsebe. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou, Rre Themba Setimela o ne a lebogela kgosi go bitsa bokopano jo, go bua ka tse di ba tshwenyang, a tlatsa ka go re go botlhokwa go kopana go buisanngwa ka tse ba di itemogelang e le bogogi le morafe ka kakaretso. society 9 Tsamaiso ya lefatshe e tshwanetse go salwa morago Kgosi Phoophoo Mapena wa
 Maunatlala, a re ga a itumedisiwe ke ka fa morafe wa gagwe o leng maoto a
 tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla ka teng. O buile se fa a amogela baeng mo phuthegong ya kgotla e e 
neng e buisiwa ke lekalana la Self Help Housing Agency (SHHA) le ba kabo ditsha go tswa
 Palapye Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Maunatlala, Rre 
Botlhagile Botsile, o rotloeditse morafe go tlhabolola ditsha tsa bone mo
 lebakeng le ba dumalaneng le ba kabo ditsha la dingwaga tse tlhano. O ne gape a kopa gore ba lese go ikokeletsa lefatshe le 
ba le abetsweng. A re ba tshwanetse go kopana le ba kabo ditsha 
gore go salwe tsamaiso e e maleba morago. O ne a gakolola morafe gore ba tshwanetse go nna le mowa wa
 tirisanyo mmogo ka gore bontsi jwa nako ba amogela dingongorego go tswa kwa
 baagisanying ba tlhalosa gore ba abetse batho bontlha bongwe jwa ditsha tsa
 bone. Maikaelelo magolo a phuthego eo e ne e le go tla go ruta 
setshaba sa Maunatlala ka Lenaneo la SHHA. Mme Bathusi Oduetse wa lekalana la SHHA o ne a ba 
tlhalosetsa ka lenaneo leo le tsamaiso ya go ikopela madi a dithuso. Mme Oduetse o ba tlhaloseditse gore go thusiwa Batswana ba ba 
dirang e bile ba amogela madi a selekanyo se se kwa tlase gape fa ba dikgwebo
 le balemi-barui le bone ba ka akola lenaneo leo. A re fa o le dingwaga tse 18 go ya go 60 ebile o na le
 setlankana sa setsha o na le tshiamelo ya go ka thusiwa. A re moikopedi ga a tshwanela go bo a kile a dirisa lenaneo
 la SHHA gope ebile ba ba nyalaneng ka tlhakanelo ya dithoto ba thusiwa ba 
kopantswe e seng ka bongwe ka bongwe. A re ba tlhokana le moriti wa kago e e rurifaditsweng ke ba 
dikago ba khansele . O ba tlhaloseditse gore lenaneo la SHHA le mehuta mebedi, go
na le kadimo ya kago e ncha le a kadimo a dirisiwa go aga ntlo e ntsha mo 
setsheng se se sa tlhabololwang. A re kadimo ga e na tshireletso ebile e duelwa mo sebakeng
 sa dingwaga tse di masome a mabedi. Kadimo ya bobedi yone a re e bidiwa kadimo ya go oketsa, go
feleletsa kana go baakanya kago e e ntseng e le teng mo setsheng. Kadimo e, a re e dirisetswa go reka didirisiwa tsa kago le
 go duela moagi fela. Kadimo e gape a re e ka dirisiwa go feleletsa ntlo e
 dikamore di sa feteng botlhano, ntlo e e okediwang kana e e tlhabololwang. A re gape kadimo e ga e na tshireletso. Dikadimo tse tsotlhe
 ka bobedi ga di na morokotso. Morokotso o tsena fela fa o sa duele kgwedi le
 kgwedi, o tsena e le lesome mo lekgolong wa madi a a saletseng kwa morago. society 9 Kereke ya Holy Galilee e supa lorato Kereke ya Holy Galilee e akgoletswe go supa lorato le go tsaya karolo mo go bopeng setshaba sa Botswana. E rile a bua fa kereke e abela bagodi dikobo le paka ya bana ba sekole kwa Mahetlwe ka Matlhatso, Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse a akgola kereke go bo e bone go le maleba go abela ba ba tlhokileng lesego, a re se ba se dirang se rutwa le ke Baebele. Mopalamente o boletse fa maitlamo a kereke a go nonotsha manyalo, a tsamaelana le se puso e se eletsang ka e tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa ditlhalo. O boletse fa kereke e tsaya karolo mo go tsa thuto. A re seo se botlhokwa ka e tlhabolola matshelo a batho, mme le itsholelo ya lefatshe e go, ka jalo ba Holy Galilee le bone ba na le seabe mo go godiseng itsholelo. Rre Seretse o tlhalositse fa kereke e bopa setshaba, e thusa baeteledipele gore ba seka ba nna le boikgogomoso, mme ba etelele batho pele ba dirisa botlhale jo ba bo filweng ke Modimo. Mohumagadi wa Bakwena, Mma Tumagole o ne a akgola kereke go diragatsa thomo ya Modimo. A re ka dithuso tse ba di abelang setshaba, kereke e tokafatsa matshelo a batho, ka jaana e itlamile go dira gore lefatshe e nne bonno jo bo siamteseng mongwe le mongwe. Mma Tumagole o tlhalositse fa go aba e le tiro e e ratwang thata ke Modimo, ka jalo a re ba ba abang ba tlaa segofadiwa mme a kopa dikereke tse dingwe go tsaya malebela. Fa a itebaganya le ba ba abetsweng, Mohumagadi Mma Tumagole o ba kopile gore ba amogele dithuso ka lorato, ka ba di abetswe ka lorato. Maloko a kereke eo go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe, ba ne ba abela bagodi ba Mahetlwe ba le masome a mane dikobo, fa baithuti ba le lesome bone ba filwe paka ya sekole le ditlhako. religion_and_belief 8 Masika a fitlha baswi gape E rile ka Matlhatso masika le ditsala tsa baswi bangwe ba ba fitlhilweng kwa mabitleng a Goorra Seretse kwa Serowe ba katolola baswi ba bone go ba fitlha gape. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Patrick Mbikiwa o tlhalositse fa ba ne ba begelwa tiragalo eo, mme ya re ba tsena kwa mabitleng ao ba fitlhela e le gore mabitla a ka nna matlhano a katolotswe. Superintendent Mbikiwa a re ba ne ba itsise masika a beng ba baswi bao mme ba tlhalosa fa le bone ba sa itse gore go ka tswa go diragetse eng mo mabitleng a batho ba bone. A re le fa go ntse jalo, ba ne ba kopa botsadi go kopana kwa mabitleng go tla go epolola mabitla ao gore ba a tlhatlhobe go bona gore go ka tswa go diragetse eng. O tsweletse a tlhalosa gore mabitla otlhe ka botlhano a ne a katololwa mme ga fitlhelwa makesi le baswi ba one ba le mo teng selo se se gakgamaditseng ba le bantsi gore yo o neng a a epolola o ka tswa a ne a batla eng. Superintendent Mbikiwa a re tiragalo e ke ya ntlha go diragala mo Serowe mme e bile a tlhalosa fa ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare mabapi le tiragalo eo. A re le bone e le ba sepodise ba sa ntse ba ipotsa gore monna yoo o ka tswa a ne a batla eng mo teng ga mabitla ao ka go lebega a ne a epa diphuphu tse di fitlhilweng ngwaga ono. O kopile banni ba Serowe le metse e e mabapi go ya kwa mabitleng mangwe le mangwe a ba fitlhetseng mo go one go ya go tlhola gore a mabitla a batho ba bone a santse a le mo seemong se ba a tlogetseng a le mo go sone. Mongwe wa ba ba amegileng, Rre David Botumile o tlhalositse gore ba ne ba fitlha mmaagwe ka Seetebosigo mme ga ba itse gore monna yoo o ka tswa a ne a batla eng mo lebitleng la motsadi wa bone mme e bile ba sa mo roma. A re go botlhoko e bile ke matlhabisa ditlhong gore motho a bo a ka tsenelela mabitla a a katolola a bo a a katela o sa itse gore o batla eng mo go one. Mme Nametso Otsile le ene o tlhalositse gore ba ne ba santse ba re ba fodisa dipelo jaanong bohutsana bo tsogile gape. Le ene a re ke matlhabisa ditlhong e bile go botlhoko gore moswi a epololwe a bo a fitlhwa gape le gone go sa itsiwe gore yo o neng a dira tiro eo o batla eng. A re bone ba ne ba tseela gore motho wa teng o tsaya makesi mme ka go lebega a le teng le baswi ba le teng ba ipotsa gore motho yoo o ka tswa a batla eng tota. Mme Otsile a re ga se ka fa ngwaong ya Setswana gore moswi a katololwe le gone ke motho fela yo o sa amaneng le ene. O kopile gore go nne le batlhokomedi ba ba nnang kwa mabitleng ao ka a ageletswe go laola mesepele ya batho gonne go lebega batho ba simolotse ditiro tse di sa tlwaelesegang mo baswing ba bone. crime_law_and_justice 1 Lenaneo la ISPAAD le ka godisa temo Balemi ba Kgoro kwa kgaolong ya Borwa ba kgothaditswe go dirisa lenaneo le le tlhabolotsweng la ISPAAD go godisa le go tsosolosa serodumo sa temo. E rile a buisa phuthego ya go tsaya megopolo ya go simolola go thusa balemi ba ba ikgobokantseng ba Kgoro ka lenaneo la ISPAAD,mookamedi wa lenaneo le go tswa kwa lephateng la temo thuo, Rre Kwenantle Gaseitsiwe, a tlhalosa fa a tla ka thomo ya puso ya go thusa balemi. Rre Gaseitsewe o ne a tlhalosa gore se se tlaa thusa balemi go bona thobo e e botoka ka puso e tlaabo e tsentse letsogo mo go diriseng boranyane jo bo tlhabologileng le go goga metlakase ga mmogo le go dira ditsela. A re puso e itlamile go thusa balemi ba ba botlana gore ba gole, mme ba namole lefatshe mo manokonokong a go kopa ditirelo tse dingwe tsa temo kwa ntle. O ba gakolotse gape gore modi wa temo e ntle o itsege kwa Borolong ka jalo, go fefosa dinao go tlaa thusa gore batle ba kgone go nna le thobo e e nametsang. Rre Gaseitsiwe o gakolotse balemi go ithuta go nna le dibuka tse di supang gore temo ya bone e tsamaya jang, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore motho a itse gore o dirisitse peo e e kana kang gammogo le tse dingwe. O supile fa maikaelelo a lephata le keletso ya bone e le go thusa beng ba diterekere. O ne a ba tlhagisa go ela tlhoko phetogo ya loapi, mme ba dirise tse di siameng gore ba somarele bokgola. Mongwe wa balemi ba Kgoro, Rre Mmoloki Tlhobogang, o ne a galaletsa puso go tlhopa balemi bangwe mo kgaolong gore ba anywe mo lenaneong le, a supa fa thuso e e tla betla matshelo a Batswana mme a solofetsa fa batla iphutha metlhala ka nako mme ba busetse puso phetolo ka thuso e. society 9 Khansele e rekisa matimela go oketsa letseno Ba lephata la matimela kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba rekisitse matimela gane mo ngwageng wa madi wa 2019/20 e le ntlha nngwe ya go oketsa letseno. Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Mantshwabisi/Serinane Rre Meshack Tshenyego fa a bula dipuisanyo tsa khansele- potlana bosheng. Modulasetilo o supile fa ba ne ba dira P368 544 ka matimela me nne ba solofetse P518 850. Modulasetilo Tshenyego o supile fa ba ne ba rekisa matimela gararo kwa lesakeng la Masope fa thekiso e nngwe e ne ya nna kwa lesakeng la Diphuduhudu. O tlhalositse fa ba solofetse go rekisa matimela a bofelo pele ga ngwaga wa madi o wela kwa lesakeng la Khekhenye ka Mopitlo. O tlhalositse fa mo nakong eno go na le matimela a le 131 a dikgomo, ditonki, pitse le dihutshane mme a emetse go rekisiwa morago ga lebaka la dikgwedi tse tharo di wela a ntse a sthegeditswe. Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara ba ne ba supa matshwenyego a go tlhoka melemo mo dikokelwaneng tsa kgaolo. Mokhanselara wa kgaolo ya Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane a re ntswa puso e rotloetsa banana go rua, sebe sa phiri ke gore o ithotse morwalo wa go kenta leruo, mme a botsa gore gare go tsenyeng fa barui ba sa tlhole ba kentelwa leruo go twe ba ikentele. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Neo Segaise o ne a akgola sekole sa Mahupu se se saleng se sokola ka maduo a a sa kgatlheng, a supa fa monongwaga se tsere maemo a bosupa mo lefatsheng. Mokhanselara wa Takatokwane/ Dutlwe Rre Johane Gaosafelwe o ne supa fa puo ya ga modulasetilo e sa tsenya matshwenyego a metsi mme e le mathata a magolo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng. A re bothata jo bo dira gore badirelapuso ba sulafalelwe ke go berekela mo kgaolong e ka metsi a ba senyetsa didirisiwa tsa motlakase le diaparo. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa Rre Mothusi Ramogolane o ne a supa fa nako e gorogile ya gore sekole se segologolo sa Mphuthe se dirisiwe gore basegi ba ba filweng mananeo ba segele kwa go sone gore se seka sa nna letlotla. O supile gore fa basegi ba ba ka phuthelwa kwa sekoleng seo ba tlaa tlhama ditiro mme ba fokotse lehuma mo kgaolong. Mokhanselara o ntshitse matshwenyego a dikoloi tsa kokelwana tse di senyegileng, mme tse dingwe di sale di ema foo lebaka di sa baakanngwe. O kopile modulasetilo go ela seemo se tlhoko. economy_business_and_finance 3 Tirisano mmogo e botlhokwa mo thutong Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Unity Dow, a re go botlhokwa go nna le tirisano e ntle fa gare ga makgotla a barutabana le lephata la gagwe ka ba tshwaraganetse thuto. E rile a bua kwa phuthegong ya lekgotla la barutabana la Botswana Teachers Union (BTU) kwa Palapye bosheng, Dr Dow a re botsalano fa gare ga makalana a mabedi a bo tshwanetse go nosediwa. A re botsalano bo agiwa ke ba ba dirisanang mme gape bo tshwanetse go tlhokomelwa gore bo gole, go bo go nne le tlotlano fa gare ga bone. A re ofisi ya gagwe e bulegetse mongwe le mongwe go tshwara dipuisano le makgotla a barutabana fa a batla dipuisano, a tlatsa ka gore ga go sa tlhole go tlhokega gore barutabana ba ntshe dingongorego tsa bone ka dikoranta fa a le teng go bua le bone. Tona a re dikgwetlho tse di lebaneng lephata la gagwe di ka rarabololwa fa makgamu ka bobedi a dira mmogo e le setlhopha. Dr Dow a re barutabana ga ba a tshwanela go amogela dipuo tse di buiwang ke batho di re lephata la gagwe le palelwa ke tiro ka gore go palelwa ga bone ke go palelwa ga gagwe le ene. A re mhama wa thuto ga se one fela o o nang le dikgwetlho mme ga go a tlwaelesega go bona makgotla a babereki a mehama e mengwe a tikana ka noga e utlwa, ka gore ba nna fa fatshe go buisanya. O boletse gore ba ka nna ba amogela katlego ya bone kana ba modumo fela wa gore ba paletswe ntswa go sa nna jalo. Tona a re gore barutabana ba nne le dithata, ba tshwanetse go nna le dikitso gore ba tlhaloganye se se diragalang mo tirong. A re lekgotla la babereki le tlhokana le go itse melao e e le amang ga mmogo le tse di diregang gore go bonwe gore go ka baakanngwa fa kae. A re mongwe o ka re lephata la thuto le abetswe bontsi jwa madi a setshaba mme tota le lebagane le dikgwetlho tse dintsi. Tona o tlhalositse gore masome a matlhano le bobedi mo lekgolong jwa madi a lephata la gagwe ke a dituelo tsa babereki fa masome a mane le boferabobedi mo lekgolong jo bo setseng a sa kgone go itebaganya le mathata a lephata leo. O ba gakolotse gore ka kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe ya 2008 a tlatsa ka gore botlhoko jo ba mo go jone bo utlwiwa ke barutabana botlhe mo lefatsheng ka bophara. Mookamedi wa lekgotla la barutabana, Rre Johannes Tshukudu a re botsalano fa gare ga BTU le lephata la thuto ga bo itumedise ka gore lephata ga le na lenaneno la diphuthego tsa ngwaga le ngwaga jaaka ba tshwaraganetse thuto. A re seo se supa gore lephata le tsaya makgotla a babereki jang a tlatsa ka gore lephata le tshwanetse go dira ka natla go tokafatsa seemo sa thuto. A re lephata le tshwanetse go ba amogela e le lekgotla la babereki mme le ba neele tlotla eo. O boletse gore lekgotla le na le tsholofelo ya gore go sa ntse go na le sebaka sa gore banaleseabe botlhe ba ka tokafatsa botsalano. A re banaleseabe botlhe ba thuto ba kolota setshaba tlhaloso mabapi le kwelotlase ya seemo sa thuto mo lefatsheng leno. O boletse gore lefatshe leno le thaetswe mo tumelong ya gore ntwakgolo ke ya molomo e seng go sa buisaneng mo go dirwang ke baeteledipele ba gompieno, ba ba ganang go dumalana le mabaka a a tshwenyang barutabana mme seo se nne le ditlamorago tse di sa siamang. O boletse gore tiro ya lekgotla le lephata e tshwanetse ya nna go rulaganya le go neela barutabana dithata go ntsha thuto ya boleng jo bo kwa godimo le fa go ka nna le dikgwetlho tse di ntseng jang. O tlhalositse gore tlhakatlhakano e e teng mo thutong le go wela tlase ga maduo mo dikoleng ke bosupi jo bo papametseng gore golo gongwe gone dilo ga di tsamae sentle, a tlatsa ka gore rotlhe re tsile mo lephateng ka maikaelelo a go baakanya. BOKHUTLO education 4 Mahalapye DHMT ga e a nna fela Mookamedi wa sepatela sa Mahalapye Dr Kunal Bose a re ntswa kgaolo ya Mahalapye e na le dikgwetlho di tshwana le tsa dikoloi le tlhaelo ya dingaka sepatela sa gagwe ga se a nna fela. A re ba na le lenaneo le le tsepameng le ba le dirileng mo kgaolong e a e okametseng go tsibogela seemo se ba leng mo go sone go bona gore balwetse ba bona dithuso tse ba di tlhokang. O ne a bua jalo kwa Sefhare kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata la botsogo ba kgaolo ya Mahalapye (Mahalapye District Health Management Team) bosheng. A re mo go tsibogeleng seemo sa letlhoko la dikoloi kgaolo ya gagwe e kgaogantswe ka dikarolwana mme koloi e le nngwe e kgona go thusa dikokelwana di le mokawana. Dr Bose o tsweletse a re mo go tsibogeleng kgang ya tlhaelo ya dingaka kana boitseanape jwa bongaka jo bo rileng, dingaka di etela dikokelwana mo malatsing a a beilweng mme balwetse ba kgone go bona thuso. Ka jalo a re maiteko ao a supa fa a ntsha maduo a a nametsang. A re tsholofelo ke gore ba lephata la botsogo mo kgaolong ya gagwe ba etele mafelo a ba a okametseng kgapetsakgapetsa go bona gore a banni ba fiwa ditirelo sentle le gore a dilo di tsamaisiwa sentle. A re kgaolo ya Mahalapye e bophara e bo e nna le dipatela di le pedi le dikokelo le dikokelwana di le 42 mme batho ba ba thusiwang mo kgaolong ya Mahalapye ba 110 000. A re mo godimo ga moo ba fa dikokelwana di le pedi thotloetso, e leng kokelwana ya magolegwa kwa Mahalapye le ya Machaneng. O ne a tlatsa ka gore kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e sego thata ka mopalamente wa yone e bong Mme Dorcas Makgato e le tona wa botsogo. Mogolwane wa tsa tsamaiso kwa sepateleng sa Sefhare, Mme Sebonnye Kgafela o ne a itsise banni fa go na le letlhoko le lentsi la dikoloi tse di pegang balwetse lefatshe ka bophara. A re mo kgaolong ya Sefhare go na le dikoloi di le tlhano mme di kgaogantswe ka mafelo a le mane. O tlhalositse fa koloi e nngwe e le kwa kokelwaneng ya Tumasera/Seleka, e nngwe e le kwa Pilikwe, e nngwe e le kwa Machaneng fa tse pedi di le kwa kokelong ya Sefhare. Mme Kgafela o ne a ikuela mo banning ba motse wa Sefhare go kgalema bana ba ba dirang tshenyo mo tshingwaneng ya merogo e e mo sepateleng sa motse oo. A re tshenyo e e dirwang eo, e utlwisa botlhoko ka tse di lengwang mo tshingwaneng eo ya merogo di thusa balwetse. Moeteledipele wa sepatela sa Sefhare Dr Nkele Ndolumingu o ne a bolela fa bolwetse e se jwa banni fela mme le badiri ba sepatela ba kgona go lwala ka jalo go tlhoka tshwaragano ya botlhe. Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go fa banni ba Sefhare sebaka sa gore ba itekodise ba lephata la botsogo ka fa ba fiwang ditirelo ka teng le gore ba botsogo ba ba itsise ka diphetogo dingwe kana mananeo a masha a a leng teng. society 9 Mabutsane o lela ka ditlhabololo Banni ba Mabutsane mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane le lela ka ditlhabololo tse ba reng di a tlhaela kwa metsing ya bone. Ba boletse fa ditlhabololo tsa Mabutsane di le kwa tlase fa di tshwangtshanngwa le tsa metse e mengwe mo kgaolong ya Borwa. Ba boletse jalo mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile bosheng. Mongwe wa banni, Rre Edwin Olefile o tlhalositse fa motse wa bone o na le sebaka se setona sa go oka bagwebi mme go sa kgonagale ka ntlha ya letlhoko la ditlhabololo jaaka motlakase, Inthanete le ditlhaeletsanyo. A re letlhoko la ditlamelo tsa go nna jalo le dira gore motse wa bone o seka wa kgatlha leitlho la babeeletsi. O kaile fa maranyane a Inthanete a ka thusa thata go bapatsa motse wa bone. Mme Tetlanye Tlhogonyane le ene o ne a kaya fa kokelwana ya motse e e nang le karolo ya pelegi e tshwanentse ya tlhabololwa ka go nna le ba apei ka jaana bomme ba ba belegelang kwa kokelwaneng eo ba bolawa ke tlala ka ba sa fiwe dijo. O tlhalositse fa go le botlhokwa go tlhabolola kokelwana e ka gore e amogela balwetse ba metse e e gaufi jaaka Kanaku, Kutuku le Itholoke. Mme Tlhogonyane o ne a ikuela mo go mopalamente gore ba sa le ba solofeditswe ngaka ya meno le kgokelo ya maranyane a inthanete kwa ofising ya metlobo wa dibuka ya motse mme naka kgolo ke eno ga go ise go diragale sepe. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Ntlhaile o ne a dumalana le banni mme a ba tlhalosetsa fa ditlhabololo di diriwa go lebilwe dipalo tsa batho. Rre Ntlhaile o ne a gwetlha badiredi ba maphata go nanosa dinao go fa banni ditirelo gore ba akole mananeo le tshwanelo ya bone ya go dirisa meamuso ya puso. Mopalamente o ne gape a bolelela banni fa go na le molao o mosha o o ba tlamang go kgethela leruo la bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commisssion, e le tsela nngwe ya go thusa gore matlhabelo ao a seka a phutlhama ka jaana barui ba ikaegile ka one. O ne gape a tlhalosa fa manokonoko a itsholelo a pateleditse gore puso e fokotse ditshenyegelo le tiriso ya madi ka moo bodiredi bo tlhaela mo maphateng mangwe a puso. O kopile banni go nna pelotelele ebile a kaya fa se e le sone sebaka se setshaba se ka se dirisang go tlhama dikgwebo tse di tlaa arabang tlhaelo ya ditirelo dingwe tse puso e ntseng e di fa setshaba. politics 7 Gala o rera ipabalelo tseleng Ka go twe boitemogelo bo ruta magokonyane a botshelo se se lemotshega mo botshelong jwa ga Rre Knowledge Gala yo o kileng a amega mo kotsing ya tsela. Fa e sale lone letsatsi leo, Rre o tsibosa badirisi ba tsela ka go dirisa tsela ka kelelelo go hema dikotsi tse di felelang di gapile matshelo. Fa a kgothatsa banana ba bakgweetsi kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba sepodisi sa Botswana kwa Maun bosheng, Rre Gala o ne a re kgang ya ipabalelo tseleng e tlhoka go tsibogelwa ka e ama matshelo. Ba sepodisi ba rulagantse bokopano jo ka ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo, bogolo jang a banana. Rre Gala yo e leng mokgweetsi wa taxi a re o lemogile fa bakgweetsi bangwe, bogolo jang ba ba rwalang setshaba ba kgweetsa ka bofafalele ba tsenya matshelo a bapalami mo diatleng tsa bone. Rre Gala wa ngwaga tse di masome mararo le boferabobedi o ne a amega mo kotsing ya tsela ka 2008. O tlhalosiste fa ba ne ba tswa kwa Savuti le Modoro ka tsa tiro, mme ka go tlhoka lesego koloi ya bone ya wela mo khuting ya bo ya felela e pitikologile. A re o ne a bona dikgobalo tse di masisi ka a ne a robega ditlhaa a bo a robadiwa ka lobaka mo dikokelong ka go farologana. O tlhalositse fa a ne a sa kgone go ja mme a tlamelwa ke ba bongaka go fitlhelela ka 2012 seemo se tokafala. Mokgweetsi yo o ne a re ka mabaka a botsogo, o ne a patelesega go tlogela tiro mme batsalwa-le-ene ba mo rekela taxi gore a kgone go itshetsa. A re ga a itumedisiwe ke ka fa bakgweetsi ba sa rekegeleng ba bangwe ka teng le one matshelo a batho tota. O ne gape a supa fa batsamayang ka dinao le bone ba na le seabe mo dikotsing tsa tsela, bogolo jang ka ba sa dirise makgabaganyo a tsela sentle. O tlhalosa fa koloi e kgona go retelelwa ke go ema. A re kwa Maun ke se segolo ka jaana bakgweetsi ba ditaxi ba ikgweeletsa fela. Dibui ka go farologana di ne tsa kopa banana go fetola dikakanyo tsa bone ka go lemosegile fa ba rata dikoloi tsa lobelo e bile ba rata go kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi mme ba rotloediwa go leba koloi e le sedirisiwa se se ka bolokang botshelo. Mogolwane wa Motor Vehicle (MVA) Fund, Rre Cecil Mosojane o boletse fa ipabalelo tseleng e simolola ka mong wa koloi mme a e fitisetse kwa go ba bangwe. A re e le ba-tsaya karolo mo go tsa ipabalelo tseleng ba tshwenyegile thata ka dikotsi tsa tsela. Modiri wa MVA o ne a tlhalosa fa go sena beke e e fetang go sena kotsi mme a ikuela mo bananeng ga mmogo le Batswana ka kakaretso go obamela matshwo a tsela ka dinako tsotlhe. Rre Mosojane o ne a gatelela botlhokwa jwa banana go di goga kwa pele mo go anamiseng melaetsa ya ipabalelo tseleng. A re seo se ka dira pharologanyo ka lefatshe le wetswe ke seru. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Monna o bonwe molato wa go betelela ngwana Monna wa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi wa Kanye o bonwe molato wa go thubetsa ngwana makgetho a le mabedi ka 2009 le 2012. Bosupi jo bo beilweng lekgotla pele bo supile fa mosekisiwa, Isaac Moseki, a ne a tlhakanela dikobo le mosetsana yoo a le dingwaga di ferabobedi le a le lesome le bongwe kwa mafelong a a farologanyeng. Fa a rola katlholo, mmakaseterata wa Kanye, Rre Daniel Nkau o ne a tlhalosa fa bosupi jo bo filweng ke mongongoregi bo papametse ebile go sa supe fa go na le mabaka mangwe a a ka dirang gore a itlhamele polelo e e ntseng jalo. A re ga go gakgamatse go bo mongongoregi a ne a tsaya lebaka go tsibosa batsadi ba gagwe ka jaana e ne e le ngwana ka nako ya tiragalo ebile gape mosekisiwa a ne a mo laetse gore a seka a bua. A re ga go supe gope gore mosekisiwa le rraagwe mosetsana, yo e neng e le tsala ya gagwe, ba kile ba tlhoka kutlwisisanyo e e ka dirang gore go belaesege fa rraagwe e le ene a tlhamileng kgang eo kgatlhanong le mosekisiwa. Rre Nkau o ne a tlhalosa gore ntle le gore mongongoregi o ne a papametse mo bosuping jwa gagwe, basupi ba bangwe le bone ba akaretsang mmaagwe mogolo, rraagwe, ngaka le motlhotlhomisi ba iteetse kobo moroko kgang ya gagwe. A re le ntswa mosekisiwa a supile fa a sa tlhakanela dikobo le mongongoregi, o paletswe ke go ganetsa konokono ya bosupi jwa kgang. A re rraagwe mongongoregi le ene o tlhaloseditse lekgotla gore mosekisiwa o ne a dumalana fa a tlhakanetse dikobo le mongongoregi mme a kopa gore kgang e tshololwe o tlaa duela madi a selekanyo se se sa bolelwang. Mo godimo ga moo, mmakaseterata a re bosupi jwa bongaka bo supile fa mongongoregi a thubeditswe mme ebile mosekisiwa a paletswe ke go ganetsa seo. A re ka jalo lekgotla le lemogile gore boiphemelo jwa gagwe bo loleya. Mmakaseterata Nkau a re go bo mosekisiwa a reile mongongoregi a re a seka a bolela go supa sentle fa a ne a itse dingwaga tsa gagwe ebile a itse gore o dira molato. Lekgotla le ne la laela bosekisi go ya go batlisisa ka melato ya mosekisiwa e e fetileng le gone gore mosekisiwa a tlhatlhobelwe mogare wa HIV pele ga katlholo. Mosekisiwa le ene o ne a laelwa gore a baakanyetse go ipobola gore ke eng a ka se atlholelwe dingwaga di le lesome mo kgolegelong ka e le yone katlholo e e kwa tlase ya thubetso. Mosekisiwa o tlaa nama a tshegeditswe kwa kgolegelong go fitlhela kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bosupa. crime_law_and_justice 1 Tepelopele ya setshaba e botlhokwa Kgosi Puso wa Batlokwa O gakolotse morafe go tsaya tiro e lekoko le le romilweng ke Tautona ka tlhwaafalo ka gore megopolo yotlhe e tlaa thusa go aga Botswana e bile e tlaa nna peeletso ya kokomane e e tlang ka jalo go le botlhokwa gore morafe o ntshe megopolo le dikgakololo tse di tlaa agang Botswana go na le thitibalo le tswelelopele. O tlhalositse fa erile ka ngwaga wa 1996 lefatshe leno le ne la itshegela tema gore le eletsa go nna tshaba e e ntseng jang mme dingwaga tse di masome a mabedi tseo di wela ngwaga o o tlang. Kgosi Puso o boletse bosheng jaaka a ne a amogela lekoko le le rumilweng ke Tautona go tsaya megopolo le maikutlo mo Batswaneng kwa kgotleng ya fa le ne le ile go tsaya megopolo e e ka thusang mo go segiweng ga tema ya tebelopele ya 2036. Kgosi Puso a re go botlhokwa go akanya gore Botswana a gatele pele go dirwe eng le go feta fa Botswana a setseng a le teng mo nakong ya gompieono. O gakolotse morafe go tsaya tiro e lekoko leo le e dirang ka tlhwaafalo ka gore megopolo yotlhe e tlaa thusa go aga Botswana e bile e tlaa nna peeletso ya kokomane e e tlang ka jalo go le botlhokwa gore morafe o ntshe megopolo le dikgakololo tse di tlaa agang Botswana go na le thitibalo le tswelelopele. Fa a tlhalosetsa morafe ka se ba se tletseng, Dr Alfred Tsheboeng o tlhalositse fa thomo e ba e romilweng kwa Batswaneng e le go tsaya maikutlo le megopolo mo go bone go lebilwe gore ngwaga o o tlang go digelwa tebelopele ya 2016, a re go segilwe tema e e tlaa welang ka 2036. Dr Tsheboeng a re kgang kgolo ke gore Botswana ba buwe gore ba eletsa gore ba bo ba le fa kae, go fitlheletswe eng go lebilwe ditlhabololo, matlotlo a ngwao ya Botswana, botsogo le tse dingwe tse di amang matshelo a batho. O tlhalositse fa ba tlaa dirisa ditsela tse di farologaneng go tsaya megopolo mo setshabeng jaaka ba simolola kwa dikgotleng morago ga seo ba kopane le mekgatlho, dikomiti jaaka tsa ditlhabololo tsa metse, tsa semowa mme labofelo ditlhophana di letlelelwe go ntsha megopolo ka mokwalo go buwa gore ba eletsa gore 2036 Botswana a bo a ntse jang. Dr Tsheboeng o boletse fa diromamowa le tsone di tlaa dirisiwa go tsaya megopolo, a tlatsa ka gore megopolo eo e tlaa agelwa mo go tsa tebelopele ya 2016 go lebeletswe tse di fitlheletsweng le tse di sa fitlhelelwang mme morago go kwalwe bukana ya tebelopele ya 2036. O tlhalositse fa ba kgaogantse go tsaya megopolo ka dikarolo tse tharo ya ntlha e le gore setshaba se eletsa gore go bo go agilwe Botswana yo o ntseng jang go lebilwe matshelo a batho, tikologo e e ntseng jang, itsholelo e ntse jang, gammogo le tsa semowa, a tlatsa ka gore karolo e nngwe ke gore batho ba ntshe megopolo gore ka nako eo Motswana e bo e le motho yo o ntseng jang. politics 7 Kgosi Meno o tlhokafetse Kgosi Labane Dipheng Meno wa kgotlana ya Rra Meno kwa Maun o tlhokafetse. E rile a buisa phuthego ya kgotla mo kgotleng kgolo ya Batawana, motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Kealetile Moremi o boletse fa Kgosi Meno a tlhokafetse fela a sa lwala mo go kalo mme a ne a supa fa a na le bothatanyana mo mpeng. Kgosi Kealetile a re moswi o ne a emelela go ya Gaborone kgwedi eno e tlhola gabedi kwa a neng a bona thuso ya bongaka teng kgwedi eno e tlhola malatsi a roba bongwe mo sepateleng se se ikemetseng ka nosi sa Bokamoso mo mosong, mme morago ba bongaka ba bolela fa a na le bothata jwa pelo. E rile ka nako ya fa ba bongaka ba dira ditlhatlhobo, Kgosi Meno o ne a kaya fa a sa ikutlwe sentle, mme e rile ka tshokologo pele a ka tswa mo sepatela jaaka go ne go kailwe ke ba bongaka, o ne a tlelwa ke go ema ga pelo mme a tlhokafala ka sone sebaka seo. Kgosi Meno o tshotswe ka ngwaga wa 1927, kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le masome mabedi le bone, mme a tlhomiwa go nna Kgosi ya motse wa Seronga ka ngwaga wa 1965 go fitlhela ka ngwaga wa 1969. E ne ya re ka ngwaga wa 1970 ke fa a nna Kgosi ya kgotlana ya Rra Meno mo Maun, e a tlhokafaleng a ntse a eteletse pele. Kgosi Meno, o tla bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe. Bokhutlo society 9 Dikereke di ema kgatlhanong le matshwenyego a lefatshe Seletswa sa Setswana, segaba, se tswa kgakala se dirisiwa go itlosa bodutu le go natetsha maitiso le mediro mme mo nakong ya gompieno se dirisediwa go itshetsa le go tsisa diamaleng mo malapeng ka bontsi. Rre Kaone Kebenne wa dingwaga tse 35, o setse morago motlhala wa bagaka ba maloba jaaka Ratsie Setlhako yo e neng e le moletsi yo mogolo wa segaba, a itsewe ka go se letsa ka bokgabane, go tsamaelana le se a neng a se ntsha ka molomo. Rre Kebenne o fatlhogile a na le lorato lo lotona mo go letseng segaba, ke sone se a kgonneng le go palama serala go supa bokgabane le botswerere le balekane ba gagwe mo dikgaisanyong tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona. Dikgaisanyo tseo di file Batswana ba le bantsi sebaka sa go ribolola ditalente tsa bone, tse mo nakong eno bangwe ba tshelang matshelo a a eletsegang ka go lemogwa ga bokgoni jwa bone jo bo ba kgontshang go itshetsa. Ka 2012 ene le ba bangwe ba ne ba fiwa sebaka sa go rutuntshiwa ke ba Botswana Folklore Assosiation lobaka lwa beke go ithuta go nna batsaya ditshwetso le baatlhodi le go dirisa diletswa tsa Setswana jaaka segaba, setinkane, katara le tse dingwe. Rre Kebenne o dirile ka lobaka mo go tsa bodiragatsi le mo mminong wa Setswana, a direla ditlhopha tse di farologanyeng tsa lefatshe leno. Selo se se ne sa mo tiisa moko le go feta ka a ne a lemoga fa e le mogaka a na le dikitso tse a ka di dirisang go itshetsa. Mo nakong ya gompieno Rre Kebenne ke moatlhodi wa diletswa tsa Setswana yo o rurfaditsweng. O kile a nna moatlhodi mo mafelong a a farologanyeng jaaka Mochudi,Thamga, Mmadinare, Selibe Phikwe Bobirwa le Tswapong. “Mo go letseng segaba, ke sale ke simolotse ka 2012 go fitlhelela ngwaga ono ke ntse ke gata fa Ratsie Setlhako a gatileng teng mo seletsweng seo. Ke ne ke tsaya maemo a ntlha gantsi. Ke tsere maemo a bobedi ga bedi fela mo dingwageng tseo,” Rre Kebenne a tlhalosa. Go le gantsi fa a palama serala sa badiragatsi mo mhameng wa dikgaisano tsa segaba ba ba iteisanang borathana le ene o tlhalosa gore ba felela ba ikgogela morago ba utlwa ka fa a kgadikanyang seletswa seo kat eng ga mmogo le molodi wa dipina tse a di itlhamelang. Ka 2014 ba lekgotla la Botswana Tourism Organisation ba ne ba mo laletsa go tla go diragatsa ka segaba go fetisa molaetsa ka seletswa seo sa ngwao ka letsatsi la ditshaba la bojanala mo Botswana. Rre Kebenne o diragaditse gape mo meletlong ka go farologana mo lefatsheng leno segolo jang mo Palapye ka a itsewe e le mmantswitswidi mo segabeng, le gone go supa fa e le nnete goora motho go le thebe phatshwa. Go godisa le go nonotsha bokgoni jwa gagwe o ikaelela go fetisetsa kitso ya gagwe ya segaba kwa go ba ba kwa tlase ba ba nang le keletso ya go itse seletswa seo gore ngwao e seka ya tsena ka lenga la seloko. “Kana mo malatsing a gompieno bontsi jwa batho ba reetsa thata dipina tsa mafatshe a bophirima mo ba felelang ba tsaya malebela teng go dira mmino. Ka seemo se setse se tsere phekelo e sele, diletswa di tshwana le segaba ke tsone di ka dirisiwang go latlhela tsina ya ngwao mo mminong ka gore ngwao e fetoga letsatsi le letsatsi,” ga tlhalosa Rre Kebenne. Monana yo o tlhalositse gore ba lephata la banana, tlhabololo metshameko le ngwao ba tshwanetse go dira botoka ka go ema ka dinao ba ikgolaganya le makalana a a farologanyeng gore a ne a ba akaretsa mo ditirong tsa go rekisa ditirelo tsa bone ka bodiragatsi. “Go le gantsi go nna go diragadiwa ka diemo tse di amang botsogo, dikotsi tsa tsela le kgokgontsho ka kakaretso mme o fitlhela ba ba maleba jaaka ba botsogo, ba lekalana la dikotsi tsa tsela la MVA ba sa iponatse go tla go sela molaetsa le go lemoga dilo dingwe tse ba ka tswang ba sa di e le tlhoko,” Rre Kebenne a tshwaela. O kopile bagolo ba motse, Dikgosi, makhanselara le mopalamente go tswa ka maano a mangwe a a ka godisang bodiragatsi le go tswakanya itsholelo ya lefatshe. Maikaelelo a ga Rre Kebenne ke go ya kwa makalaneng a a maleba go ya go anamisa molaetsa ka dikgwetlho tse di lebaneng lefatshe ga mmogo le go ya kwa dikoleng tse dipotlana go ya go ruta bana ka segaba le tse dingwe. Rre Kebenne o tlhalositse gore diletswa tsa Setswana ke tsone konokono ya bojanala mo lefatsheng leno ka di ntsha molodi o o tlholegileng e le wa setso e bile fa motho a reeditse pina ya ngwao go motlhofo go tlhalosa gore e dirilwe ke morafe ofe. A re ba lephata le le tsamaisang bodiragatsi ba tshwanetse ba dira go menagane go rekisetsa makalana ka go farologana bodiragatsi jwa Batswana gore bo aname le kwa mafatsheng a sele a a ka tsenyang letseno ka kwano. BOKUTLO religion_and_belief 8 Batshu o kgala baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana Tona wa boagedi, mesepele le merero ya bong, Rre Edwin Batshu a re go emisa kana go tla ka tharabololo ya go nyeletsa mokgwa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana ka fa molaong, go tlaa thusa go rarabolola mathata le dikgang tse di ntseng di kgoreletsa thokgamo mo malwapeng. Rre Batshu o buile jaana ka letsatsi la Re a Nyalana kwa Tutume ka Labone mme a re dipatlisiso tse di dirilweng ke ba NACA ka thomo ya ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ka 2008 di supile dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. A re seemo seo se ne se batla kalafi, ka jalo ka 2012 ga tlhongwa setlhopha se bidiwa Re a Nyalana go tsaya boikarabelo jwa go rarabolola mangwe a matshwenyego a a bonweng ke lekoko le le neng le romilwe ke Tautona. Rre Batshu a re fa e sale lekgotla la Re a Nyalana le tlhongwa, go setse go nyadisitswe malwapa a le 1 873 ka fa molaong ka thotloetso ya mokgatlho oo, fa batho ba le 3 746 ba rwesitswe dipalamenwana ka thulaganyo eo. O tsweletse a bolela fa lenyalo le le tlhomamisitsweng ka fa molaong le efa banyalani seriti le tlotlo gape le bopaganya setshaba, a gatelela gore lenyalo ke motheo wa lelwapa, tshegofatso e e tswang kwa Modimong, ka jalo a kopa banyalani go tlotla malwapa a bone. Gape o ne a supa fa lephata la gagwe le sa robalelwa ke ditlhokwa ka dikgang tsa banyalani ba ba tlhalanang, bogolo jang banana. A re kgwedi le kgwedi ba amogela dikgang tse di fetang lesome tsa banyalani ba ba tlhalanang. O ne a gatelela gore fa e sale banyalani ba ntlha ba ba simolotseng go nyalana ka thulaganyo ya Re a Nyalana ka 2012, ga ba ise ba amogele dikgang dipe tsa tlhalo, ka jalo a kopa batsadi go bua le bana go tlotla le go tshegetsa malwapa. Tona Batshu o ne gape a gwetlha batho ba Tutume go tla ka mananeo a a tlaa thusang go lwantsha matlhotlhapelo a a tsisiwang ke nnotagi. A re banana ba itontela nnotagi ba bo bafelela ba dira dilo tse di duleng mo tseleng, selo se a kaileng se batla kgalemo pele ga lefatshe le wela ka lemena. O ne a leboga maloko a Re a Nyalana ka thulaganyo e ntle e ba e dirang. A re ba kgonne go fa malwapa a le mantsi seriti le go leka go kganela dikgotlhang tse di tlhagogang motlhang mongwe wa bobedi jo bo ntseng bo nna mmogo bo sa nyalana a tlhokafala. Mongwe wa banyalani, Rre Orapeleng Khani a re e sale a nna le mosadi wa gagwe ka 1970, ba na le bana ba ba godileng. Rre Khani a re mo kitsong ya bone ba ne ba tsaya gore ke monna le mosadi ka ba ne ba ntshitse magadi ba nna mmogo ka kagiso, mme a leboga ba Re a Nyalana ka thotloetso le thuto ya bone. Leloko la Re a Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go rotloetsa batho ba ba sa bolong go nna mmogo ba sa nyalana go nyalana ka fa molaong le go thusa ka ditsompelo gore batho ba go nna jalo ba diragatse dikeletso tsa bone ka fa molaong. society 9 Mapodise a tshegeditse babelaelwa ba supa mabapi le molato wa polao Mapodise a Sejelo a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng rre mongwe a rapaletse mo bodibeng jwa madi ka Matlhatso kwa marekisetsong a bojalwa a 4040 kwa Kanye. Fa a bua mo potsolotsong , Mookamela mapodise a Sejelo mo Kanye, Rre Mogomotsi Matlapeng, a re ene ya re Kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a masome a mabedi le borobabobedi ba begelwa fa go bonwa rre a rapaletse fa fatshe ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya lesome le motso. Rre Matlapeng o tlhalositse fa ba ne ba tsibogela tiragalo eo mme ya re ba tsena koo ba fitlhela go le boammaaruri rre mongwe a le mo bodibeng jwa madi go lebega a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Kanye Adventsist Hospital kwa a fetileng a tlhotlhobiwa ke ba bongaka ba ba rurifaditseng fa a tlhokafetse. O tlhalositse fa ba ne ba tswa letsholo la go batla ba dira molato mme ya re Phukwi a tlhola malatsi a le masome a mararo le motso ba longwa tsebe ke bangwe mme ba latedisa motlhala ya re Phatwe a tlhola letsatsi ba kgona go tshwara babelaelwa ba le supa. Rre Matlapeng a re babelaelwa ba dingwaga tse di magareng ga lesome le botlhano go fitlha ko go tse masome a mabedi le bobedi, a tlatsa ka go re botlhe ba tlholega mo Kanye. O tlhalositse fa ba belaelwa ba santse ba tshegeditswe fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. O ne a rotloetsa setshaba go re fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo go ikgolaganya le ba ba maleba go ba thusa ka dikgakololo go na le go tsaya ditshwetso tse di ka ba tsenyang mo thaelong. A re ntwa kgolo ke ya molomo. crime_law_and_justice 1 Ba kgalelwa go jela bagodi madi Mogolwane mo lephateng la diposo, Rre Patson Vati, a re ga ba itumedisiwe ke batho ba ba jelang batsadi ba bone madi a bagodi mo go feletsang go baka kgotlhang fa gare ga bone le botsadi. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mokgomane bosheng, Rre Vati a re go na le thulaganyo e ba e dirang ele ba diposo gore fa mogodi a palelwa ke go ka ikamogelela ko posong kgwedi le kgwedi, a ka ya go supa motho yo a ka nnang a mo amogelela. Rre Vati o tsweletse atlhalosa gore go tshwanelwa ke gore morago ga dikgwedi tse thataro dingwe ledingwe, mogodi a ye go supiwa kwa posong gore o sa le teng mo botshelong. A re se ba se itemogetsengjaanong ke gore batho bangwe ba ba supilweng gore ba amogelele bagolo, bafelela ba tsaya madi a bagodi ba a itirisetsa ba sa neele bagodi sepe,ba bangwee bile le go tlhola bagodi ba sa ba tlhole ba nna fela ko toropong. “Morago ga dikgwedi tse thataro fa jaanong motho wa go nnajalo a ile go supa gore mogodi o sa le teng mo botshelong, ke gone mogodi afetang a bolela gore ga a amogele, e re go dirwa ditshekatsheko go fitlhelwe ele gore mme motho yo o amogelelang mogodi yo, o tsaya madi kgwedi le kgwedi, sese raya gore o a a itirisetsa,” Rre Vaki o supile ngongorego e. Rre Vati a re ka makgetho ale mmalwa fa ba botsa bagolo gore a ke ba ntshe batho bao ba tsenye ba sekle,ba a gana mme e re ka dinako tsa diphuthego tsa matona a puso mo kgaolong,bagodi ba, ba bo ba bolela ka fa ba sa amogeleng ka teng, ntswa ba itse sentlegore madi a jewa ke batho ba ba ba amogelelang. A re selo seo ga se a siama ebile a rotloetsa bagolo go boela mogopolo oo ka morago. O kopile banni gore a e re batshwara dingwaga tse di masome marataro le botlhano ba ikwadise ka a re baduelwa go simologa fa ba ikwadisitseng teng, mme fa motho a nna fela a bo aikwadisa a fetile foo ga go balwe gore o ngwaga di kae a bo a neelwa a dingwagatse di kwa morago jaaka ba akanya, a re fa o ikwadisa o le masome a supang oamogela fela go simolola gone foo. Rre Vati o supile fa a na leletshwenyego gape ka batho ba ba amogelang mo lenaneong la botlhoki a re fagongwe o fitlhela motlhoki wa go nna jalo a tlhokomelwa ke motho yo le ene a saitewang letsogo mme a re go le gantsi ba jewa ntsoma ka ba neelwa madi a semmogo. O kopile ba komiti yaditlhabololo tsa motse gore ba nne le seabe ka go netefatsa fa batlhoki ba baneelwa madi a bone a le mmogo. A re ka motlhoki ene fa aneetswe madi fela o a tsamaya ka o a bo a sa itse fa a se mmogo ka ke ene yo otlhokileng lesego la go itse go bala le gone go kwala, go botlhokwa gore ba A re go dira jalo ga go a siama mme e bile ba tsentse leitlho seemo seo. society 9 Sekole se amogela dimpho Itekanele le Barclays Life di abetse baithuti ba sekolo se sebotlana sa Moralane dimpho, di akaretsa dikobo, melora, diaparo le dijesi tsa sekole bosheng. Mogokgo wa sekole, Mme Cathrine Tlhabatshe, a re go a itumedisa go bo go na le bagwebi ba ba nang le kgatlhego mo matshelong a bana ba metse e e kgakala le ditlamelo. Mme Tlhabatshe a re ga se gore dikhamphani tse di ba abela ka gore di na le go le gontsi mme ba aba ka ba na le lerato le maikaelelo a go fetola matshelo. A re ba na le dikgwetlho tsa bana ba ba tlhokang tlhokomelesego ya batsadi ka bontsi jwa bone ba nna kwa merakeng mme bana ba kgona go tlhoka le yone paka ya sekole tota. A re dimpho tse ga di tle go thusa bana mo serameng fela mme di tlaa dira gore ba ikutlwe ba le botlhokwa. Mme Tlhabatshe a re botsalano jwa bone le Itekanele bo simolotse dingwaga tse tharo tse di fetileng mme ba bone dithuso tse dintsi fa e sale nako eo. Moemedi wa Itekanele, Mme Gaone Letshwiti a re ba na le maikaelelo a go tlhabolola matshelo a bana ba Moralane gore dokgwetlho tse ba kopanang le tsone di seka tsa ama bokamoso jwa bone. Mme Letshwiti a re go nna kgakala le ditlamelo go kgona go baya baithuti ka fa mosing ka botshelo jo ba bo tshelang bo le thata mme bo ka tsisa boitlhobogo. A re go na le dilo di le dintsi tse di dirang gore maduo a moithuti a nne a a nametsang mme letlhoko la batsadi e nna nngwe ya tse di nang le seabe. A re ba bone go tshwanela go kopa thuso ya go pataganela sekole se le Barclays Life ka go sa ntse go le gontsi mo ba tlaa go dirang mo sekoleng se. education 4 Dibatana di tlhorontsha Zutshwa Batho ba Zutshwa kwa kgaolong ya Kgalagadi bokone ba ngongorega ka dibatana tse di ba tlhorontshang bosigo le motshegare. Ba ne ba bua mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Phillip Khwae bosheng. Rre Mothelizi Moleta o tlhalositse fa morafe o tshelela mo letshogong ntateng ya ditau le diphiri tse di gobeyang mo motseng le meraka ya bone. O tlhalositse fa diphiri di tsenelela leruo la bone mo masakeng fa ditau tsone di bolaya leruo kwa mahudisong. A re gantsi dibatana di tlhasela diruiwa tsa bone di tswa ntlheng ya lefelo la diphologolo la transfronteir, mme ka jalo a ikuela mo pusong go aga terata e e tlaa kgaoganyang mahudiso le molelwane wa lefelo la diphologolo. Rre Moleta o ne gape a ikuela mo pusong go akaretsa diphiri mo diphologolong tse barui ba phimolwang dikeledi fa di ba bolaetse leruo. A re tshenyo e e dirwang ke dibatana e busetsa morago maiteko a puso a go namola Batswana lehuma. O supile lephata leo ka monwana a re badiri ba lone ba maoto a tshupa go tsiboga fa morafe o ikuela fa leruo le bolailwe ke dibatana. E rile fa a tsibogela matshwenyego a batho, mopalamente Rre Khwae a tlhalosa fa puso e tshwentswe ke dikgotlhang tsa batho le diphologolo tsa naga. A re ga go jese di welang gore dibatana di bo di bolaya leruo ka jaana e le lone pinagare ya botshelo. ja batho ba Kgalagadi. O ne a solofetsa morafe gore o tlaa ikopanya le tona wa diphologolo le makgabisa naga go tswa ka metlhala ya go rarabolola dingongora tsa morafe. Mopalamente o ne gape a tlhalosa fa puso e sekaseka go oketsa madi a phimolo dikeledi a a fiwang morui fa leruo la gagwe le bolailwe ke ditau. environment 5 Go ithuta motho go botlhokwa Bomme ba kopilwe go itse borre pele ga ba tshola bana le bone go itsa go latlhegelwa ke dikgang tse di amang tlhokomelo ya bana kwa makgotleng a ga makaseterata. Kopo e, e dirilwe ke mokwaledi mo lekgotleng la ga mmakasetera kwa Tsabong, Rre Ditsaone Mogamisi mo puisanong bosheng,. Rre Mogamisi o tlhalositse gore ba begelwa dikgang tsa tlhokomelo ya bana di le dintsi thata mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, a supa fa go simologa ka ngwaga wa 2012 go fitlha ka 2013 ba begetswe dikgang di le lekgolo le masome a matlhano le bosupa. O tsweletse a kaya fa bomme ba le bantsi ba itlhaganela go tlhakanela dikobo le borre ba sa itshireletsa, ba sa ba itse e bile ba sa ba tlhaloganye mme mme ba felele ba tshola bana , seo se dire gore bangwe ba bone ba seka ba tlhokomela bana gotlhelele. A re gantsi fa bomme ba ya go ikuela, ba ya ba iphotlhere fela ba se na kitso epe ya kwa borre ba berekelang teng le kwa ba nnang teng tota. O supile fa seo se tsala tiego mo kgannyeng e bile se thatafaletsa ba bosekisi go thusa bomme ka fa tshwanelong. Rre Mogamisi o kaile fa molao wa bana wa 2008 o tlama gore ngwana a itse batsadi ba gagwe boo babedi le gore ba tshwanetse go mo tlhokomela ka nako tsotlhe e bile ba tlhomamisa gore o bona tsa thuto le botsogo le tsotlhe fela tse a ka di tlhokang. O gakolotse bomme go nna le dipuisano le go tsaya ditshwetso tse di maleba pele ga ba ka dumalana go nna le ngwana ka seo se ka thusa gore ngwana a seka a tsholelwa mo legoeleleng. A re gantsi dikgang tse ba di amogelang ke tsa bomme ba ba dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe, fa dingwe e le tsa bagolo ba ba tlogetsweng le bana, a tlatsa ka gore bontsi jwa bone ke ba ba sa berekeng. O tlhalositse fa ba leka ka bojotlhe go sekaseka le go atlhola botlhe ba ba amegang ka go laela borre go tlhokomela bana bao, go tswa fela gore ba tla dumalana gore dituelo di duelwe ka tsela e e ntseng jang. Rre Mogamisi o ne gape a kgothatsa borrabana go tlhokomela bana boemong jwa go ba tlhokomelela kwa ga makasetera, a re go tlhoka go dira jalo ke go tlhoka boikarabelo mo baneng ba bone. O gakolotse borre go kopa dikgakololo mo makgotleng a borre a tshwana le a bo” Men Sector” fa ba ne le mathata le bommabana go na le gore ba seka ba tlhokomela bana ka ngwana e le mpho ya Modimo e bile a tshwanelwa ke go tlhokomelwa sentle. BOKHUTLO society 9 Mogorosi o tsosolosa ngwao Banni ba Mogorosi mo kgaolong ya Legare ke bangwe ba ba tsibogetseng mafoko a puso a go tsosolosa ngwao ya Setswana. Fa o tsena ka kgotla matlho a ja monate, loobo ke lwa Setswana, mo go lone go na le direpudi tse motho a ka iketlang mo go tsone. Go bapa le loobo go selei, selo se se kgatlhang leitlho thata, bogolo jang ka se sa bonwe motlhofo malatsi a. Bangwe ga ba se itse, e bile ba kgatlhwa ke go itsaya dinepe ka ba sa se itse. Ka Batswana e le batho ba temothuo, mme e bile ba ne ba nna kwa nageng, e ne e re fa nako ya temo e goroga selei se bereke thata, e le sone sepalamo. Ka go lemoga fa bontsi bo lebetse ka motlhala o, leloko la komiti e e neng e baakanyetsa kamogelo ya molelo wa kgolagano kwa Mogorosi, Kgosana Galekganelwe Keikelame wa kgotla ya Moeletsi o ne a bona go tshwanela go betla selei go supa setso. Kgosi Keikelame o tlhalositse fa a ne a dira selei se e le go rotloetsa morafe wa gagwe go tsaya ngwao ka tlhoafalo le go e fetisetsa kwa dikokomaneng, a supa fa ngwao e le yone e agileng tshaba ya Botswana. A re go tsosolosa ngwao go ka dirwa ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go dira ditiro tsa maloba, tse ka tsone basha ba ka ithutang mo go tsone. Kgosi a re go dira selei e ne e se go kgabisa fela, ke go ruta dikokomane tsa gompieno ka botshelo jwa maloba. A tlhalosa fa selei se ne se dirisiwa go paka dithoto ka go farologana mme thata se ne se dirisiwa ka paka ya letsema le thobo. “Re ne re golega dikgomo re goga selei, re paka dikgong, ditlhomeso le metsi kwa masimo ga mmogo le fa re setse re isa thobo kwa magareng,” a bolela jalo kgosi. BOPA arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Boteti ba re dituelo di a diega Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba ngongoregela tiego ya dituelo tsa beng ba leruo ba ba rekisetsang lenaneo la LIMID le la nyeletso lehuma. Ba buile seo kwa khanseleng ya kgaolo potlana ya Boteti kwa Letlhakane bosheng, ba tlhalosa gore tiego ya dituelo tse e baka gore jaanong beng ba leruo ba gane go rekisetsa puso. Ba re ka go lebega lenaneo le le dirisiwang mo nakong eno la go duela le le bonya ba kopa gore batho ba duelwe ka dicheke. Ba tsweletse ba re ba tshwenngwa ke go phutlhama ga kgwebo tsa batho ba ba tsereng mananeo a puso mme ba bolela fa go dirwa ke mabaka a akaretsang go tlhoka mebaraka ,metsi ,go diega ga melemo ya leruo, tlhaele ya kitso mo go ba ba thusitsweng le go tlhoka go sala morago mananeo ga babereki. Makhanselara ba kopile lephata la tsadiso ya leruo gore ba tshwaragane le ba matlhoko a leruo gore ba tle ba kgone go fefosa tiro ya bone. Ba tsweletse ba supa fa lenaneo la kgwediso ka diatla le sa solegele barui ba ba botlana molemo ka go le turu mo go bone go isa dikgomo gonne ba tshwanelwa ke go di ikisetsa kwa kwarantining kwa Makoba. Ba boletse fa mananeo a tshwana le a thuo ya dikgomo tsa masi le bontshe a tshwanetswe go tlhoafalelwa ka jaana a ka thusa Batswana fela thata. Fa a baya pele makhanselara pego ya lephata la gagwe, mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo, Rre Bueno Mokhutshwane o supile fa ba na le kgwetlho ya tiego ya dituelo tsa ba ba rekisitseng leruo mo go bakang gore baikopedi ba tseye sebaka se se leele go bona thuso. O tlhalositse fa ba tlhaelelwa ke babereki ka jaana motho a le mongwe mo lekalaneng a lebagane le go thusa kgaolo ya Boteti yotlhe fa makalana a mangwe a sena batho gotlhelele. A re mogodimo ga moo ba na le letlhoko la dikoloi ka jaana mo nakong eno ba na le dikoloi di le pedi fela tse ba di dirisang go thusa kgaolo yotlhe ya Boteti. Rre Mokhutshwane a re lebaka le lengwe le le ba tshwenyang ke go tlhoka go itlama ga batho ba ba thusitsweng ka mananeo ka ba a latlhelela ga ba tlhokomele leruo mme e bile fa gongwe ba re le timetse kana le sule. O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke go tlhabolola mananeo a tshwana le la go suga matlalo mme ba dira jalo ka go rutuntsha setshaba ka kitso e e tseneletseng ya tiriso ya matlalo. O tsweletse a re gape ba ikaelela go tlhabolola thuo ya dikoko tsa Setswana gore e kgone go dira dipoelo. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Baobonye Loeto o boletse fa babereki ba lephata la leruo ba le botlhokwa fela thata ka le tshwere matshelo a Batswana jalo a rotloetsa badirelapuso ba ba direlang mo go lone go bereka ka tlhoafalo go thusa setshaba. Rre Loeto a re ba eme ka dinao go netefatsa gore mananeo a mantle a puso a sologela Batswana molemo ka go ba ntsha mo lehumeng mme puso le yone e fefogele go dira ditsela tsa meraka le go gokela motlakase gore barui ba tlhabolole leruo la bone ba tle ba kgone go bona dipoelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Baithuti ba gakolotswe go ditoro tsa bone ka dinao Moeteledipele wa mokgatlho wa Glory Charity, Rre Bathuseng Gabatshele, o kgothaditse baithuti ba sekolo sa Mokani kwa Letlhakane go nna le toro ya gore ba batla go dira eng mo botshelong. Rre Gabatshele o buile jalo fa a ile go kgothatsa baithuti ba lekwalo la bosupa kwa sekolong seo bosheng. A re gore motho a fitlhelele toro ya gagwe, o tshwanetse go bereka ka natla mo dithutong tsa gagwe. O ne gape a gakolola gore baithuti ba tlhophe ditsala tse di siameng. Rre Gabatshele a re motho yo o nang le tebelopele ga a kake a latlhegelwa ke kelelelo e bile ga a fekeetswe ke mekgwa ya balekane. A re fa motho a na le maikaelelo o ka fetola botshelo jwa gagwe ka thuto, a tlatsa ka gore dikgwetlho tsa botshelo ga di a tshwanela go ba kgoba marapo. O ne gape a re gore motho a atlege mo botshelong, o tshwanetse go sala morago toro le maitlamo a gagwe le fa go ka nna thata jang. Rre Gabatshele a re motho o tlhoka Modimo mo botshelong jwa gagwe. Morutabana Mme Thato Kesentseng ene o ne a kopa baithuti go tsaya dikgakololo ka tlhwaafalo ka jaana di ka fetola matshelo a bone. Mme Kesentseng o ne a ba rotloetsa go reetsa ka dikgakololo tse di le botlhokwa e bile di ka ba kgontsha gore ba tokafatse maduo a bone. Mongwe wa baithuti, Loago Chapete, a re dithuto tse ba di filweng di botlhokwa e bile ba ithutile go le gontsi. Loago a re ba tshwanetse go nitama mo tirong ya bone ya sekole gore ba tle ba fenye mo dithutong tsa bone. education 4 Dikolo di amogela dibuka le dipone Khamphane ya Botswana Book Project e abetse baithuti ba lekwalo la bosupa ba dikolo tse dipotlana kwa Molepolole Borwa dipone le dibuka di feta dikete di le lesome le boraro. Sekolo sengwe le sengwe se abetswe dibuka di le sekete le makgolo a matlhano fa dipone tse di dirisang marang a letsatsi di abetswe ngwana mongwe le mongwe wa lekwalo la bosupa mo dikolong tsotlhe. Fa a amogela dimpho tse bosheng, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Kabo Morwaeng, o boletse fa dibuka tse di tlaa thusa baithuti ka ba gaufi le go kwala ditlhatlhobo. O ne a tlatsa ka gore baithuti ba lekwalo la bosupa ba lebanwe ke kgwetlho ka dithuto tsa bone di kgaupeditswe ke segajaja sa COVID-19. Rre Morwaeng, yo gape e leng Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, o kopile barutabana go tswelela ka mowa wa boineelo mo tirong. O ne gape a lebogela Botswana Book Project go rotloetsa baithuti go tlhagafalela thuto le go thusa puso fa e tlhaelang teng. O gateletse botlhokwa jwa thuto ka a re ke yone fela e ka inolang motho mo lehumeng, a tlatsa ka gore itsholelo e e ikaegileng ka dikitso e simolola ka thuto go tswa kwa moding. Rre Morwaeng a re o kgotsofalela seemo sa go sala morago melawana ya go lwantsha kanamo ya mogare wa corona mo dikolong tsotlhe kwa kgaolong ya gagwe. O ne gape a akgolela barutabana tiro e ntle e ba e dirang, a supa gore mo dikolong ka bophara, bana le bone ba setse ba tlwaela go tshelela mo seemong se sesha. A re sebe sa phiri ke tlhaelo ya metsi, mme a tlhomamisa fa seemo seo se tla tloga se tokafala. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa Botswana Book Project, Rre Ezekiel Malenga, o boletse fa puso e dirile go le gontsi go tlhabolola thuto, ka jalo go botlhokwa gore ba-na–le-seabe ba tsenye letsogo go thusa. A re mo isagong, ba tlaa leka go dira di satellite library mo dikolong ka jaana ba lemogile fa bontsi jwa dikolo di sena metlobo ya dibuka. Mogokgo wa sekolo se se potlana sa Lekgwapheng, Mme Aisha Kokoro, o ne a lebogela dimpho. A re dipone tse di a go thusa bana ba ba senang motlakase kwa malwapeng. A re dimpho tseo gape ke tlhotloetso mo barutabaneng go dira ka natla, ebile a solofela fa maduo a monongwaga a tlaa tokafala. education 4 Tlotlang dikereke - Motlhagodi Mookamedi wa makgotla a dikereke tsa semoya, Rre Philemon Motlhagodi, o kopile dikereke tsa semoya kwa Lecheng le tikologo go tlotla kereke, a re ke molao wa Modimo. O buile jalo fa a ile go lekola maloko a dikereke tsa semoya kwa Lecheng kwa kerekeng ya New St Convenient. A re go ikgaoganya ka makgamu mo kerekeng ga se go tlotla kereke ke go gataka molao wa Modimo ka dinao le go o sotla. A re makgamu a a rotloediwa thata ke batho ba e a reng ba a lemoga mo kerekeng ba bo ba sa kgaleme go tlotla le go sireletsa seriti sa kereke. A re makgamu a itsa kereke go gola. Rre Motlhagodi a re o tshwengwa thata ke batho ba ba gogelang maloko a masa mo kerekeng gone mo makgamung a, a kaya fa go sa thuse ka sepe ka go ka se thuse maloko ao go sokologa. Fa a tswelela, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itse molao motheo wa kereke le tsamaiso ya kereke gore a seka a iphitlhela a hapogile tsela, mme a kopa gore go seka ga kgethololwa bomme mo kerekeng. A re fa go nale mangwe maemo a a batlang batho le bone fela jaaka borre ba fiwe monyetla oo wa go etelela phuthego. Rre Motlhagodi a re o kopa gore baruti ba tlotliwe, le gore fa ba sena sebanang le sone phuthego e ba ithaopele e ba rekele, a tlhalosa fa go tlhabisa ditlhong go bona nako tse dingwe bishop a eme fa thoko ga tsela a kopa sepalomo letsatsi le tserema kana fa gongwe a palame bese, dikgang tse di mo teng ga yone di tlhabisa ditlhong mme ele motlotlegi wa rona mo kerekeng re palelwa ke go mo kolekela re mo rekela koloi e a ka tsamaya ka yone a sireletsegile a sa sokole. E rile a bua ka seporofito, a re bangwe ba se dirisa ka fa go sa letlelesegeng mme tshwanelo ke gore se dirisiwe fa go nang le boamaaruri, ba setlotlomatse se ba thuse, se seka sa ba tlhabisa ditlhong. Godimo ga moo, a re bangwe ba setse ba sietse kwa dikerekeng tsa bo-Fire, bangwe ba tshela ka go fitlha baporofiti ba batswakwa mo mantlong ba re ba kopa dithuso mo go bone. A re batsadi ba rotloetse banana ba dikereke tsa semoya gore ba ithute go dirisa maranyane ka ele yone thuto ya malatsi a, a tlatsa ka gore baye kwa go ba ofisi ya metlobo ya dibuka, ba e go ithuta le kwa dikoleng ka gore o lemogile gore banana ba kereke tsa semoya ba saletse kwa morago mo thutong ntswa ele yone bokamoso jwa mongwe le mongwe. Tebang le ditsheko tse di diragalang mo malokong a kereke, o ne a kopa gore ba emise go isa ditsheko tsa bone kwa dikgotla tshekelong tsa puso, a re ba di tsise mo lekgotleng la kereke gore le tle le ba letlanye. Rre Motlhagodi o ne a kgothatsa maloko a dikereke gore ba e go tlhopha, a bo a gakolola gape gore ba seka ba bua dikgang tsa sepolotiki mo kerekeng. A re gape go seka ga nna le moruti ope yo e yareng a kgothatsa batho ka ditlhopho a bo a sokametse kafa le tlhakoreng lepe. E rile a ba tlhalosetsa ka mokgatho wa OAIC, Mme Lebogang Rasesigo are ke mokgatho o o diretsweng go tshwaraganya dikereke tsa semoya, go di ruta tsamaiso ya tumelo ya sekeresete gore di kgone go tsamaya mo forong ele nngwe fela, a tlatsa ka gore le fa nngwe le nngwe e bidiwa ka leina la yone tsamaiso yone e nngwe fela. OAIC e kgothatsa maloko a dikereke go nna le seabe mo ditirong tsa puso jaaka go ntsha dimpho tsa bopelotlhomogi le go lwantsha bolwetse jwa segajaja jwa HIV /AIDS. Fa tswelela a re go na le kgwetlho e tona ya banana ba ba tlhakanelang dikobo kwa ntle ga lenyalo, a tlhalosa fa e bile se se rotloetsa gore malwetsi a dikobo le boimana jo bo sa baakanyediwang bo nne teng, jo e bile bo kgoreletsang bana kwa dikoleng go tswelela le thuto. O ne a kopa dikereke gore di nne di etela kwa dikoleng go bua le baithuti le go ba beela merapelo go lwantsha dikgwetlho tse. Bokhutlo religion_and_belief 8 Boeteledipele jo bo tsepameng bo ntsha maduo Boeteledipele jo bo lolameng e bile bo tsepame bo ka ntsha maduo mo tirong. Se se builwe ke moitseanape wa tlhabololo dikitso, Rre Thapelo Ferguson kwa Mochudi mo thutopuisano e e neng e tseneletswe ke setlhopha sa banana go tswa Thamaga se maikaelelo a sone e leng go tlhama koporase go tlhabolola motse wa bone le go tlhamela banana ka bone ditiro. Thutopuisano e, e ne e rulagantswe ke mokgatlho o o ikemetseng wa Botswana Work Camps Association o tsetlana nngwe ya o neng e leng thotloetso le tlhabololo ya banana. Rre Ferguson o ne a gakolola banana gore ba tshwanetse go bereka ba le seopo sengwe e bile ba na le baeteledipele ba ba tshephegang, ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikhamphani le maphata ka go farologana di wa ntatetng ya boeteledipele jo bo reketlang. O gatelela gore fa boeteledipele bo sa goge ka fa go tshwanetseng, ga gona jaaka sepe se ka tsamaya sentle. Rre Ferguson o akgoletse banana go tsenelela thuto-seka-dipuisano ya mofuta oo, a tlhalosa fa e le botlhokwa ka jaana ba santse ba le mo lenaneong la go diragatsa diroro tsa bone. A re batho ka bontsi ba itatlhela fela mo dikgwebong mme se se le borai ka ba a bo ba sa itse ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng. O gatelela fa kitso e le botlhokwa a bo a ba rotloetsa go tswelela ba ikoketsa dikitso go ya pele. A re dikgwetlho di tlaa nna teng kwa pele mme di seka tsa ba kgoba marapo a supa gape fa tlhoka kutlwisisano gareng ga badiri e le selo se se kgonang go emisa ditoro tsa batho mme a ba gakolola fa go le botlhokwa gore ba itse maele a go rarabolola mathata a a tsisiwang ke tlhokakutlwisisano. Rre Ferguson a re go tlotlana go ka ba kgontshang go tswelelapele a supa fa boeteledipele jo bo lolameng e bile bo tsepame bo berekelwa mme bo tlhoka motho go ikitaya sehuba. O ne a gatelela fa moeteldipele wa tlhwatlhwa a tshwanetse go direla dilo mo pontsheng ka go tlhoka go dira jalo go ka tsisa dipelaelo mo go ba ba eteletsweng pele mme se se felele se tsisa tlhokakutlwisisano. O ne a ba kopa go nna baeteledipele ba banana ba ba pharologanyo e bile ba na le maikaelelo a mantle ka se ba batlang go se dira.Phelelo economy_business_and_finance 3 Botsogo ke konokono Botsogo jo boitekanetseng jwa mmereki bo ka rotloetsa maduo a a nametsang mo tirong. Se se buliwe ke motshwarelela tona wa ofisi ya ga tautona le bodirela puso Rre Shaw Kgathi mo bokopanong jwa gagwe le badiri ba lephata la kabo ditsha ba kgaolo ya legare kwa Bobonong bosheng. Maikaelelo a bokopano jo e ne e le go tsibosa badiri ba lephata la kabo ditsha ka bomosola jwa go nna le botsogo jo bo itekanetseng. Rre Kgathi o ne akgola lephata la kabo ditsha la kgaolo ya legare go bo ba tshwere ka natla go thusa setshaba a ba a supa fa go tlhongwa molao o o tla rutang batho ka botlhokwa jwa go tshwara lefatshe sentle. O boletse fa kwa mafatsheng a mangwe go lwelwa melolwane e le selomodiro segolojang kwa mafatsheng a bophirima ,mme a supa kafa ba kabo ditsha batshwere tiro ya bone ka manonthotho e le bontlha bongwe jwa gotsisa thitibalo mo lefatsheng la bone. A re goitshidila ke selo se se botlhokwa, a rotloetsa badiri ba kabo ditsha gore e seka ya nna ka ngwaga fela,bogolo ba edire ka kgwedi ka itshidilo e tsisa botsogo jobo siameng mo mmeleng. O tlhalositse fa thaelo ya lefatshe baka edira jang,a re maikaelelo ke go rotloetsa ba beeletsi kwa thune e le banana ba fiwe lefatshe,mo lobakeng la beke tse pedi,mme badirile jalo. O boletse fa tiro ya tsatsi leno e le botlhokwa mo botshelong e le itshidilo mmele,bogolo jang gotsamaya ka dinao,a supa fa go nnela ruri mo setilo go sa siama. Rre Kgathi a re bolwetse jwa madi a matona go nna le mafura a mantsi mo mmeleng o ka otsela,mme se sebotlhokwa ke go itshidila,gape abolela fa morafe wa batho basweu bone ba nwa tee go phatlalatsa mafura. A re kwa bofelong batla thusa setshaba bale matlhagatlhaga ba na le monyenye mo difatlhegong tsa bone.o ne a barotloetsa go dira di club mo kgaolong ya bone e kwa bofelong e tla ngoka setshaba gotla itshidilong kwa kgaolong ya Bobonong,mme ba ba lebetse e le puso ka seba sedira gore se botlhokwa mo matshelong a setshaba ka na a badiri. Rre Kgathi o supile fa dipalo fa ka ngwaga wa 2001 go tsena 2008 ba batsentse dikopo tsa ditsha ba ne bale 5868 mme ka ngwaga wa 2004 ga abelwa ba le 3515,mme o rotloetsa badiri bao go tsibogela dikgang tsa go baya btho bale bantsi mo lefelong le lengwe le dikgang tsa gore batla jisiwa sengwe fa motho a batla setsha ba iphaphe mo go tsone. Mokwaledi wa kgaolo ya kabo ditsha ya Ngwato Rre Nixon Mogapi a bua ka maikaelelo a re batsile goruta ka bothokwa jwa botsogo jwa mo tirong le gore ba dira e ng,gore setshaba se batshephe le go dira mmogo ba itebagantse le tshego la kutlolo botlho le goitsi seemo sa bone gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong ka jalo batla thusa sechaba ka bofefo le matlhagatlhaga. O supile fa bagapile maemo a ntlha e le bakabo ditsha ba kgaolo ya legare lefatshe ka bophara ka go dira ka natla le go tsibogela dilelo tsa setshaba.Bokhutlo health 6 Botlhokatsebe bo gaketse kwa Tutume Mogolwane wa mapodise a Tutume, Superintendent Jerry Halala a re melato ya petelelo e tsweletse ka go golela pele mo kagolong ya gagwe. Mo potsolotsong bosheng, Superintendent Halala a re e sale ngwaga o o simologa go fitlhela kgwedi ya Motsheganong, ba kgwadisitse melato ya petelelo e le lesome le botlhano. A re melato e e diragetse kwa Tutume le metse e mengwe e e gaufi, a tlatsa ka gore batswa setlhabelo ba dikgang tse ke bomme ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bongwe go ya kwa go tse di masome a marataro. A re mo melatong e e kwadisetsweng, ba belaelwa bangwe ba ne ba tshwarwa fa bangwe ba tsene ka lenga la seloko. Superintendent Halala o supile fa a tshwenngwa ke dipalo tse, a re le ntswa ba sepodise ba tsweletse ka go tsibosa setshaba ka melato e tshwana le e, dipalo tsone di tsweletse ka go golela pele. A re bontsi jwa melato e, e diragala bosigo fa gongwe batswa setlhabelo ba le nosi, a tlatsa ka gore gape melato e e diragala kwa sekgweng mo babelaelwa ba nnang le sebaka sa go ipha naga pele mapodise a goroga. Go sale foo, Superintendent Halahala o ne a supa fa mangwe marekisetso a bojalwa a a tswalang morago ga nako a na le seabe mo go goleng ga melato e, ka jaana bontsi jwa batswa setlhabelo ba supa fa ba beteletswe ba tswa maitisong. Mothusa mogolwane wa mapodise a Nata, Assistant Superintendent Amon Selabe le ene o ne a bolela fa dikgang tsa petelelo e le kgwetlho mo kgaolong e a e okametseng. Assistant Superintendent Selabe o supile fa ba kwadisitse melato ya petelelo e le boferabobedi e sale ngwaga o o simologa go fitlha kgwedi ya Motsheganong. A re bontsi jwa melato e, e diragala kwa merakeng. Assistant Superintendent Selabe o kopile setshaba go dirisanya le mapodise go lwantsha dikgang tsa mofuta o. A re pabalesego ya lefatshe le e tshwanetse go nna maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe. A re go botlhokwa gore setshaba se tseye dikgakolo tsa sepodise ka tlhoafalo. Rre Selabe o ne gape a gakolola bomme go emisa mokgwa wa go tsamaya bosigo ba le nosi ka jaana go itshupile fa e le bone ba ba amegang thata mo dikgannyeng tsa petelelo. Go sale foo, Rre Selabe o ne gape a supa fa a sa itumedisiwe ke bangwe batswa setlhabelo ba ba tshololang dikgetsi le ntswa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. A re go dira jalo go busetsa morago maiteko a ba sepodise a go lwantshwa borukhutlhi. crime_law_and_justice 1 Se ikgatholoseng ba-na-le-bogole Moeteledipele e bile e le mosimolodi wa lekgotla la Botswana Network for Mental Health (BONMEH), Mme Charity Kennedy, a re ba-na-le-bogole ke batho fela jaaka mongwe le mongwe ka jalo ba tshwanetse go fiwa tlotla e e ba lebaneng. Mme Kennedy o buile se fa a abela bana ba ba tshelang ka bogole dimpho tsa diaparo kwa sekoleng se sebotlana sa Bonewamang kwa Molepolole ka Seetebosigo 23. O boletse fa bogole bo sa tlhaole ope e bile bo ka tlela mongwe le mongwe, mme bo ka tla ka lebaka la kotsi ya koloi kana ngwana mo lwapeng a ka tsholwa ka jone. A re Batswana ba tshwanelwa ke go gakologelwa tsela e mmadikole a agilweng ka yone mme ba tsosolosa mowa oo, ka se se ka ba busetsa mo Setswaneng se se reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O kgadile a sakgwe mathe batho ba a reng ba na le mowa wa gore seemo sa bo-na-le-bogole ga se ba ame ka go sena mo-na-le-bogole mo malwapeng a bone. A re go tsenya letsogo mo tlhokomelong ya bana ba, go ka fa motho sebaka sa go tlwaela seemo sa bana ba, mme e re fa go diragala gore a nne le ngwana wa mo-na-le-bogole mo lwapeng la gagwe kana mo lesikeng a bo a na le kitso ya gore o ka mo tshwara jang. Mme Kennedy o kgothaditse batsadi go amogela seemo sa ba-na-le-bogole, mme a tlatsa ka gore ba seka ba ba leba ka tsela e sele. A re go a tshwenya go bo go sa ntse go na le batho ba ba fitlhang banalebogole ko mahure kana ba ba tlogela ba le nosi fa ba tsamya mediro kana ba na le mosepele. A re selo se ga se a siama mme e bile se tshwanetse go emisiwa ka ponyo ya leitlho, mme batho ba lemoge ditshwanelo tsa bone. A re batsadi ba seka ba ipona letsapa go tsamaya le banalebogole ko medirong. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto kwa Molepolole, Mme Rosalind Serumola a lebogela tiro e e dirilweng ke BONMEH, a tlhalosa fa ba tshela letshego la ‘tshaba e e kutlwelobotlhoko’. A re lephata la thuto le itumela thata fa ba bona batsadi le dikompone tse di ikemetseng ba tsenya letsogo mo thutong ya bana, mme a re boithaopo jo bo ntseng jaana bo supa fa lefatshe le tlaa kgona dikgwetlho tsa thuto. “Go dira jaana go fa bana ba sebaka sa go iteisanya borathata le ba bangwe ba le mo seemong se se siameng”, Mma Serumola a gatelela. A re dikgwetlho tsa bana ba banalebogole di gaisa tsa bana ba ba itekanetseng ka jalo go le maleba gore mo dithusong tse bana ba ka di neelwang, go le maleba gore ba thusiwe pele. society 9 Batswana ba rotloediwa go obamela melao Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Moagi Molebatsi o kopile Batswana go obamela melao ka e le yone e e thusang puso go tsamaisa lefatshe. Rre Molebatsi o buile jaana fa a buisa banni ba Matebeleng mo phuthegong ya kgotla bosheng. Mopalamente o ne a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng tse di akaretsang ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong. Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng. Ka jalo, a re palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao oo, go o atolosa gore o akaretse le borre. O ne a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba molao dithata tsa go ka sekisa le go bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana. “Motsadi wa go nna jalo o ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse di supang mo kgolegelong fa a itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona,” Rre Molebatsi a tlhalosa. Rre Molebatsi o ne a akgola mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana. A re go dira jalo ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe. O ne a tsibosa banni ba Matebeleng ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi, a supa fa tshutiso ya molao o e dirilwe. A re molao o o gagamaditswe go letla gore motho ope yo o ka bonwang molato ka go gweba ka diritibatsi a tseelwe dithoto tsotlhe tse a di ikgobokanyeditseng. “Go na le melao e mengwe gape ya go tlhatswa madi ( O ne a supa gape fa palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukutlhi jwa maranyane ( “Molao o wa borukutlhi jwa maranyane gape o sireletsa bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa apara. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa go ya kwa go tse di lesome le botlhano kgotsa modira molato a duedisiwe dikete tse di makgolo matlhano (P500 000) kgotsa sedikadike sa dipula (P1 million),” a tswelela. Rre Molebatsi a re go tswa goo-Lowe, Batswana ba ne ba ngongoregela katlholo ya P50 fa motho a iteile kgotsa a tlhapaditse yo mongwe, mme se le sone se fetogile go duelwa P5 000 fa motho a bonwe molato. Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa fa molao wa bogodu jwa leruo le one o atolositswe. “Go etswe tlhoko gore go na le fa go sa gagamalang teng. Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, ka moso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, mme ba tswelele ka go dira molato oo. Mme jaanong molao o o leka go baakanya kgang e. Magodu a leruo a tlaa emela tsheko mo kgolegelong, e bile gape molao o o letla gore le fa motho a sa amege mo go utsweng leruo, mme a adimile batho koloi kgotsa sengwe ba utswa, motho wa go nna jalo le ene a sekisiwe,” a tlhalosa. O ne a supa fa go ya pele, palamente e tsile go gagamatsa molao wa bogodu jwa leruo ka go batla bosekisi jo bo faphegileng gore dikgang tse di tsibogelwe ka bonako. “Fa o utswile o bo o atlholwa, dingwaga di tshwanetse go simolola fa go bosupa go ya kwa godimo,” ga bua Rre Molebatsi. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa molao o o neng o fetisitswe wa go tlhopha ka mochine o o tlhophisang wa EVM o seegetswe fa thoko, ka jalo ditlhopho tsa mono ngwaga di tlaa tsamaisiwa ka fa di ntseng di dirwa ka teng gale le gale. politics 7 Botsogo konokono Bagolwane ba komiti e e okametseng botsogo jwa setshaba kwa Ghanzi ba kopile banni ba kgotla ya Morama go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone ka ba re ke jone konokono mo botshelong jwa motho . E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla ka mafelo a beke, baoki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Ghanzi ba supa fa kgaolwana ya Morama e le yone e amegang thata ka dipalo tsa malwetse ka go farologana. Mongwe wa lekoko leo, Rre Unaswi Segole a re mo kgaolwaneng ya Morama dipalo tsa bolwetsi jwa kgotlholo e tona, di kwa godimo fela thata, seemo se a reng ga se jese diwelang. A re kgaolo ya Ghanzi go supega e le yone e di gogang kwa pele ka bolwetsi jwa kgotlholo e tona ka ngwaga le ngwaga ba gatisa dipalo tse di magareng ga 200 le 300. A re se, se a tshwenya ka gore mo dipalong tse, bontsi jwa balwetsi o fitlhela gape ba na le mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS. O rotloeditse banni ba Morama go itlhatlhobela bolwetsi jwa kgotlholo e tona, ka a re bo a alafesega. A re bangwe ba balwetsi ba kgotlholo e tona ba loba batho ba ba nnang le bone mme a supa fa go sa siama ka ba a bo ba tsenya batho bao mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse. Rre Segole o kopile banni gore ba seka ba emisa go nwa dipilisi ka go rata ga bone ba sa laolelwa ke ba bongaka.A re go dira jalo go ba tsenya mo diphatseng ka bolwetsi bo felela bo gola mo bo feletsang bo palela kalafi. Rre Bernard Khomba ene, o rotloeditse banni go dira loaro lwa bo rrre,a gatelela fa loaro lo, lo fokotsa selekanyo sa go tsenwa ke mogare wa HIV gammogo le malwetsi a tlhakanelo dikobo. O tsweletse a re letlalo le la borre ke lone le oketsang mathata ka le huparela megare ka kwa teng ga lone, mme ka jalo megare e ntsifale e bake malwetsi a tlhakanelo dikobo. O rotloeditse banni go rupa ka a re rre yo o rupileng o phepa e bile o babalesegile.A re ele ba bongaka, ba leka ka bojotlhe go fokotsa dipalo tsa malwetsi a tlhakanelo dikobo mme a tswelela ka go golela pele ka bontsi jwa batho ba sa tsenelele mananeo a a itebagantseng le malwetse ao. Mme Gaobotse Monnatlhare ene o rotloeditse banni go tsenelela lenaneo la katoloso tsholo ka a re ke selo se se siameng. A re batsadi ka bobedi ba tshwanetse go rerisana mo go tsa katoloso tsholo go itsa kgotlhang fag are ga bone. Fa ba akgela banni ba re go ka bo go ne go le molemo fa bodiredi jwa kokelwana ya bone bo ne bo le teng ,mme ba supa ba itumelela thata go bo ba kokelo ba bone go le maleba go tla go bua le bone ka dikgang tse. Mongwe wa banni o supile fa a le kgatlhanong le gore bana ba nneelwe diritibatsi tsa bolwetsi jwa AIDS ba sa itse, ka a re fa ba ka rerisiwa go ka nna motlhofo gore e re molwetsi wa go nna jalo a tlogetse go nwa dipilisi ba itsise ba bongaka go santse go na le nako. BOKHUTLO health 6 Ba-na-le bogole ba le borobabobedi ba a logile Baithuti ba sekole sa Re ka Kgona se se tsamaisiwang ke khansele ya Selebi Phikwe ba ne ba ipelela go fetsa dithuto tsa bone. Sekolo sa Re ka Kgona se na le dingwaga di le masome a mararo le botlhano se ntse se butswe. Se simolotse ka baithuti ba supa mme mo gompienong go setse go na le baithuti ba le 371 ba ba alogileng. Re ka Kgona o itebagantse le go ruta ba-na-le bogole go dira ka diatla jaaka go roka. Sekole se se amogela bana go tswa mo mafelong a a farologaneng mo Botswana. E rile a bua ka letsastsi la go aloga ga baithuti, molalediwa go tswa kwa ofising ya ga molaodi, Rre Neo Mogorosi a supa fa dialogane di sa tshwanela go itumelela go aloga ga bone fela mme ba lebe kwa morago go bona fa ba kgonneng teng le fa go padileng gone. Rre Mogorosi a re gore motho a kgone go lemoga bokgoni jwa gagwe o tshwanetse go feta ka dikgwetlho ka ke tsone di ka mo thatafatsang di bo di dire gore a nne le boikarabelo. Rre Mogorosi o ne a tlhalosa fa go supagetse fa go setse go na le bana bangwe ba ba itlhametseng ditiro morago ga go aloga mo Re Ka Kgona. Rre Mogorosi a re se se supa fa Re Ka Kgona se ntsha baithuti ba ba nang le bokgoni jwa go ka phadisana le bana ba dikole tse dingwe. Rre Mogorosi o ne a tlhalosa fa maduo a dialogane a supa fa baithuti ba ne ba itse se ba se etseng kwa sekoleng ka mongwe wa baithuti, Mpho Motseothata a kgonne go tshwara 80 per cent. Rre Mogorosi o ne a supa fa maitlamo a puso a supa fa mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe go akaretsa ba-na-le bogole. O ne a tlhalosa fa seo se supiwa ke go tlhangwa ga makalana a a rutang ba-na-le bogole go itirela ka diatla. E rile a bua boemong jwa baithuti, mongwe wa dialogane, Rre Dennis Mfosi go tswa kwa Mochudi a tlhalosa fa ba tsene kwa Re ka Kgona ba sena kitso epe ya go roka mme mo nakong ya gompieno ba ithutile go le gontsi. Rre Mfosi o ne a kgothatsa dialogane ka ene go ya go dirisa se ba se ithutileng kwa sekoleng gore ba itlhamele ditiro le go thapa ba bangwe. Kwa bofelong modulasetilo wa thuto mo khanseleng ya Selebi Phikwe, Mme Dorcus Letlhogela a re o na le tshepo le tumelo mo dialoganeng tsa Re ka Kgona gore ba tlaa tswelela ba dirisa dithuto tsa bone go itshetsa. Mme Matlhogela o ne a ba rotloetsa go boela magaeng go ya go a tlhabolola ka go tlhama ditiro le go thapa ba bangwe. Mme Matlhogela o ne a ba rotloetsa go ya go ikopanya le bommaboipelego go ba thusa ka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolodisa dikgwebo, a tlhalosa fa puso e pjutholotse letsogo go thusa ba ba tlhokang dithuso go simolola dikgewebo. education 4 Boikarabelo jwa botlhe Motshwarelela mokwaledi wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo Mme Baile Moagi a re boikarabelo jwa Batswana mo botsogong jwa bone bo botlhokwa, ka bo ka thusa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19. Fa a lekodisa setshaba ka ditirelo tsa lephata mabapi le COVID-19 Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, o ne a tlhagisa Batswana go tsaya ka tlhoafalo melawana e e rotloediwang ke ba botsogo go lwantsha bolwetse jo. O boletse fa lephata le tsweletse ka go fa Batswana ditirelo kwa dikokelong tsa puso le tse di ikemetseng ka nosi, go akarediwa le madirelo a mangwe a tsa botsogo. Mme Moagi a re mo legatong la kiletso mesepele la gompieno, ditirelo kwa dikokelong di tlaa fiwa go tswa ka 730am to 8pm. Mogolwane a re ditirelo tsa botlhokwa di tshwana le ditirelo tsa bana ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga botlhano jaaka sekale le go tlhatlhojwa di tlaa tswelela, ka jaana di thusa go baya kgolo ya ngwana leitlho. Ditirelo tse dingwe di tshwana le tsa botsogo jwa legano le tsa dikaro di tlaa nama di seegilwe go fitlhelela seemo sa COVID-19 se tokafala. Mme Moagi a re Batswana ba rotloediwa go tswelela ba tsaya ditlamelo di tshwana le tshidilo ya baimana le tsa malwetse a tshwana le sukiri le madi a matona. A re balwetse ba ba dirisang diritibatsi tsa ARV le melemo ya sukiri le malwetse a mangwe ba tlaa fiwa ditlamelo tsa melemo ya dikgwedi tse tharo gore ba fokotse go ya kwa dipatela. Mabapi le balwetse ba ba robaditsweng, lephata le rotloetsa gore go fokodiwe metsamao kwa dipateleng ka go letlelela gore molwetse a tlholwe ke motho a le mongwefela ka nako e e rileng. health 6 Borre ba tsaya kgato go thatafetse Rre Modiredi Jonase a re ntswa borre ba rutwa le go kgothatsa go tsibogela botsogo jwa bone, bontsi bo santse bo le maoto a tshupa. O tlhalosa gore ba ema ka dinao fa ba setse ba lebanywe ke dikgwetlho. Rre Jonase o buile jaana kwa pitsong ya borre e e neng e rulagantswe ke BONELA kwa Serowe bosheng, ka maikaelelo a go nyeletsa mogare wa HIV, le go bona gore botlhe ba ba tshelang ka mogare ba bona kalafi. Gape bokopanelo bo ne bo itebagantse le dikgwetlho tse di lebanyeng borre ba ba tlhakanelang dikobo e e sa sireletsegang ka bong bo le bongwe, le malwetse a tlhakanelo dikobo. Rre Jonase, yo o neng a tsene bokapano, o ne a rotloetsa borre ka ene go nna boammaaruri mo go bomme ba bone, le go ba ema nokeng mo go tse di amang botsogo jaaka go dumela go itlhatlhoba. O ne a kopa borre go lwantsha magatwe a a buiwang, a a sa rurifadiwang ka loaro lwa bonna, a tlatsa ka gore borre ba na le seabe se segolo go fedisa magatwe ao ka go dira se se maleba. Bangwe ba ba tsena bokopano ba ne ba supa bomme ka monwana ba re ke bone ba rotloetsang borre go nna matlhomatlho ka ba dira tsotlhe go ba ngoka, ka borre ele batho ba ba palelwang ke go laola maikutlo a bone, mme morago ba ikotlhae. E rile a arogana le bone ka malwetse a dikobo, Mme Felicia Mmolai wa kokelo ya Sekgoma o ne a rotloetsa borre go ema bomme nokeng go bona gore ba kwadisetsa boimana ka nako gore malwetse a dikobo a seka a fetela kwa baneng. A re go botlhokwa go hema go tsenwa ke bolwetse go na le go emela kalafi ka go dirisiwa madi mo melemong. Mme Mmolai o ne a ba kgothatsa go laola dikeletso tsa bone ka se se ka thusa mo go fokotseng dipalo tsa ba malwetse a dikobo. Mme Mmolai o ne a rotloetsa borre gore ba seka ba lobela ba botsogo ka bakapelo ba bantsi fa ba lwala gore ba kgone go fitlhelela ba a tlhakanelang le bone dikobo. A re fa rre a alafiwa a le nosi, maiteko a itaya sefololetsa ka bolwetse bo ya go boela faa tlhakanela dikobo le tsala e e sa alafiwang. Mooki wa kokelwana ya Newtown, Mme Edith Marekwa o ne a supa fa palo ya borre ba ba ba dirang loaro la bonna e fetwa ke ya bana ba dikole tse di potlana, ntswa go dira loaro go thusa thata mo go dibeleng malwetse a mangwe le gone go nna phepha. Mme Marekwa a re ba lemogile fa bana ba sena letshogo jaaka ba ba setseng ba tlhakanelo dikobo, a tlatsa ka gore ba itemogetse fa bangwe ba tshaba go dirwa loaro, ka ba tshaba go lopiwa go itlhatlhobela mogare wa HIV, mme a tlhalosa gore le fa motho a na le mogare o ka dira loaro lwa bonna. O ne a tlhalosa fa bontsi bo ne jwa dira loaro le ka lenaneo la Rola Kepese ka borre ba ne sa tlhatlhobelwe mogare. Mme Marekwa o ne a rurifaletsa borre fa ba rutetswe tiro e, e bile go sena makgwere mo go bao ba ba setseng ba le dirile. Bokhutlo health 6 Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa leso la lesea Mmino wa Sebirwa ga o a tuma thata jaaka mebino ya dingwao tse dingwe e e akaretsang setapa, tsutsube le phathisi. Mongwe wa banana ba Bobonong e bile e le motlhami wa Setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng, Rre Given Kolobe o buile mo potsolotsong gore mmino wa Sebirwa o ka tlhabolola itsholelo ya baagi ba Bobirwa fela fa o ka tshegediwa le go anamisiwa. Rre Kolobe a re morago ga go lemoga fa mmino o ka nna karolo ya bojanala, o ne a tlhama setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng ka 2011. A re setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng se tlhamilwe ka maloko a le masome mabedi le botlhano, a tlatsa ka go re bontsi jwa maloko ao ke banana ba Bobonong. O tlhalositse fa setlhopha seo se itlamile go tsholetsa serodumo sa mmino wa Sebirwa le go supa ngwao ya Babirwa. Rre Kolobe a re setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng se diragatsa mo manyalong, mo medirong ya itloso bodutu le mo diphuthegong ka go farologana, a tlatsa ka go supa fa seo e le tsela nngwe ya go phatalatsa mmino oo. O tlhalositse fa setlhopha seo se setse se kile sa diragatsa kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona kwa se neng sa tsaya maemo a bobedi sa ba sa ikgapela P22 000. O tlhalosa fa go tsenelela dikgaisanyo go dirile gore setlhopha seo se itsewe. Rre Kolobe a re ngwao e kaya se motho a leng sone gape ngwao e neela motho seriti. O tlhalosa fa ngwao, segolobogolo mmino, e ka dirisiwa go ngoka bajanala ga mmogo le go kabakanya itsholelo ya lefatshe. A re kgaolo ya Bobirwa e na le mafelo a mantsi a bojanala jaaka Mashatu Game Reserve le Kwa Tuli, ka jalo a supa fa ba ka dirisa mafelo ao go ithekisa le go anamisa mmino wa Sebirwa. Rre Kolobe a re fela jaaka mmino wa Polka o setse o itsege gongwe le gongwe, mmino wa Sebirwa o tshwanetse go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno gore merafe e mengwe e kgone go o bina gammogo le go ithuta ka ngwao ya Sebirwa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Monna o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi o tshegeditswe ke mapodisi a Kanye go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo e mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe a thubeditsweng. Fa a bua le BOPA mo potsolotsong, Ramapodisi a Kanye, Supt. Mmoloki Mogale o tlhalositse fa mmelaelwa a kopane le mosetsana mo maranyaneng a Facebook, mme wa rre a kopa wa mme lorato mme wa mme a dumela gore baratane. O buile fa bobedi joo bo ne bo nna bo buisanya fela ka maranyane, mme ba sa itsane, go fitlhelela wa rre a kopa wa mme gore a mo etele mo Kanye, mme mosetsana a dumela. “E rile ka di 22 tsa ga Moranang ka nako ya borataro mo maitseboeng, wa mme a emelela kwa Kumakwane a tla Kanye fela jaaka nne go dumalanwe. Fa a goroga mo Kanye a leletsa wa rre gore o gorogile, mme wa rre a mo kopa gore a pagame taxi e mo ise go bapa le fa a nnang teng, mme ga diragala jalo,” Supt. Mogale a tlhalosa. Supt Mogale a re fa bobedi joo bo kopana, wa rre a kopa wa mme gore ba iphokise phefo ka jaana kwa ga bone go na le bagolo. “Bopedi joo bo ne jwa iphokisa phefo, fa ba ntse ba tsamaya ba feta fa go leng sekgwa teng, mme wa rre a itseela dikobo ka dikgoka mo mmeng yoo, mme morago a sia a tlogela mme yoo foo mo lefifing,” ga bua jalo ramapodisi. Supt. Mogale a re mmelaelwa o mo diatleng tsa bone go ba thusa ka ditlhotlhomiso. Ramapodisi o tlhalositse gore fa mmelaelwa a ka bonwa molato wa go itseela dikobo ka dikgoka o tlaa atlholwa dingwaga tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le botlhano fa go ka fitlhelwa a na le mogare. E re dikgang di eme jalo, Supt Mogale o tlhalositse fa go simolola ka Hirikgong go ema ka Mopitlo ba kwadisitse dikgang tsa dipolao di le tharo, tsa go itseela dikobo ka dikgoka di fera bongwe. O kopile setshaba go itlotla le go dirisa maranyane sentle, gonne bontsi ba dirisetsa maranyane dilo tse di sa siamang jaaka go batlana marato, mme marato a teng e se a buammaaruri. O kopile setshaba go itlhokomela ka nako tsotlhe le go emisa go dirisana le batho ba ba sa ba itseng gonne go le borai. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banni ba Chanoga ba amogela maiteko a sepodisi Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Central kwa Serowe, Mme Angelinah Ogotsetse a re go le ga ntsi ga ba kgone go itshidila ka baabo ba lebeletse tiro ya sekole. O ne a bua kwa letsatsing la itshidilo mmele kwa sekoleng seo. Mme Ogotsetse a re A re go itshidila go thusa mmele go itekanela le tlhaloganyo go iketla, a tlhalosa fa motho yo o itshidilang, a sa tshabelelwe ke malwetse. Mme Ogotsetse a re fa barutabana ba itekanetse, maduo ga a ke a wela tlase ka gore ba nna teng botlhe ka nako ya tiro go sena yo o ikopelang go ya bongakeng. Mme Koketso Tlhabologang go tswa kwa lephateng la thuto kwa Serowe o tlhalositse fa letsatsi la itshidilo mmele le le botlhokwa ka le mohiri a le letlelela. A re motho fa a sa itekanela mo mmeleng le mo tlhaloganyong ga a kake a ntsha maduo a mantle mo tirong. Moruti Benjamin Ntsayakgosi a re gore mmele o nne o itikanetse, motho o tshwanetse go phakela a tshematshema le go tsenelela dithuto tsa itshidilo mmele. O rotloeditse kgolagano le ba bangwe kana go itshidila ka setlhopha go itsa go itsapa fa motho a itshidila a le nosi. Moruti Ntsayakgosi o kgothaditse bana le barutabana go nna ba tsamayatsamaya mo sekoleng go nnela ruri fa fatshe ka gore go ka ba bakela makoa. Molalediwa wa tlotla, Rre Tshepo Tsalaile go tswa kwa Letshego a re go itshidila ga go tlhoke lefelo le letona ka le mo kamoreng motho o kgona go itshidila. A re go tshelela mo dikolotong, motho o nna a tshwenyegile maikutlo mo a felelang a tsenwa ke malwetse a pelo. A re Letshego e bone go le botlhokwa gore e ba adimisa madi, ba rute le ka go a boloka ka go dira jalo go ka fokotsa go ikopa ga badiri go ya dipateleng ka ba tlaa bo ba sa gatelelwa ke maikutlo a go tlhoka madi. crime_law_and_justice 1 Go tlhoka di mask go ka kotlometsa maikutlo a baithuti Mogolwane go tswa mo ofising ya mosireletsi mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa Rre Keabetswe Kole a re go tlhoka go rwala dipipa molomo le dinko go ka kgoreletsa baithuti go phuthologa ba ithuta sentle mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19 ka ba ka felela ba kotlomela maikutlo, bogolo jang mo dikoleng tse dipotlana. Rre Kole o buile mafoko a ka Mosupologo jaaka ba ne ba abela baithuti di dipipa molomo mo sekoleng se sebotlana sa Tsabong jaaka dikole di ne di bulwa morago ga go tswalwa fa e sale go tlhagoga ga mogare wa corona. O tlhalositse gore jaaka maphata a mangwe le bone ba ne ba bona go le botlhokwa go tsenya letsogo mo ntweng ya go lwantsha seru se se wetseng lefatshe ka bophara mme ba tswa ka mogopolo wa go tsibogela seemo seo ka go abela bana dipipa melomo le dinko ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana. A re e re ka jaana ba botsogo ba gakolotse setshaba go sala morago ditsetlana tsa thibelo mogare wa corona, mongwe le mongwe o tshwanentse go nna le seabe mo go netefatseng gore seo se a diragadiwa, bogolo jang mo dikoleng go thusa gore bana ba felele ba tshwana ka go rwala dipipa molomo le dinko gore yo mongwe a seka a iphitlhela a farologana le bangwe ka gore bangwe ba kgona go felela le sekole ba se tshaba. Rre Kole a re ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go ntsha bonnyennyane e le badiri ba ofisi ya mosireletsi ba ba leng lesome mme ba kokoanya madi P600 a e leng one a ba kgontshitseng go reka di Fa a abela baithuti dipipa molomo, moeteledipele go tswa mo ofising ya Mosireletsi mo Tsabong, Mme Cathrine Mangenela, o ne a supa fa ba ne ba abela bana go supa mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato le gone go rotloetsa baithuti go tshwara ka thata mo dithutong. Mme Mangenela o ne a tlhalosa fa ofisi ya mosireletsi e butswe semmuso ngwaga o o fetileng e e leng yone thusang setshaba ka dikgang tse di amang puso kana dikhampane kana motho ope fela go di sekaseka le go tswa ka ditharabololo tsa tsone. Fa a amogela dimpho tseo mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Rre Archie Seane o ne a leboga ba ofisi ya Mosireletsi, a supa fa di tsile ka nako e e maleba ya segajaja sa COVID-19 ka jaana botlhe ba tshwanelwa ke go diragatsa dikgakololo tsa ba botsogo ka go rwala dipipa molomo le dinko botlhe go thibela mogare wa corona. Mogokgo o ne a supa fa sekole seo e le sone se se nang le palo e ntsi ya baithuti ba ba leng makgolo a supa, masome a fera bongwe le bosupa go simolola ka mophato wa tshipidi go ema ka wa bosupa. O ne a supa gape gore ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa ditsetlana tsa botsogo tsa COVID-19 le gone go tlhomamisa gore a di diragadiwa ka fa go tshwanetseng ka teng. Rre Seane a re le ntswa baithuti ba kgoreleditswe ke seemo sa mogare wa corona, maikaelelo ke gore ba dire ka gotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng go netefatsa gore maduo a lokwalo lwa bosupa ke a a itumedisang mo ngwageng ono ka tshwaragano ya batsadi le barutabana. health 6 Bakwena ba ipelela ngwao lick to see more pictures Ka Matlhatso Bakwena ba ne ba ipelela letsatsi la ngwao, mo moketeng o o tshwarwang ngwaga le ngwaga wa Dithubaruba. Bakwena ba ga Sechele ba ne ba na le Bakwena ba ba tswang Afrika Borwa le Namibia, ka e le batho ba le bangwe, ba kgaogantswe fela ke melelwane. Bakwena ba Phokeng, ba Phalane, ba ga Moloto le ba ga Mogopa, ba ne ba tseneletse moletlo o mme ba supa fa ba o itumelela ka jaana ba kgonne go ithuta go le gontsi ka ditso le ngwao ya tsone. Ba ne ba supa fa ba ka itumela gore Dithubaruba di tshwarelwe mo mafatsheng a bone, Bakwena botlhe ba tle ba itsane le go amogana ngwao. Bakwena ba Afrika Borwa ba supile fa ba itumelela ka mo puso ya Botswana e tsamaisiwang ka teng, ka molao motheo o sireletsa ditsamaiso tsa ngwao, mme ba supa fa ba tshwanelwa ke go rotloetsa lefatshe la bone gore le dire jalo. Mothusa Tona wa Banana, metshameko le ngwao Rre Dikgang Makgalemele, o gwetlhile Bakwena gore ba dire motse wa bone boremelelo jwa ngwao. O boletse fa mo nakong eno, Botswana a sena motse o o ka supiwang jaaka wa ngwao, o bajanala ba ka o etelang fa ba batla go ithuta ka ngwao ya Batswana. Ka jalo, o tlhalositse fa Dithubaruba e sa tshwanela go nna letsatsi le le lengwe, go bo go lebalwa ka ngwao, mme Bakwena ba tshwanetse ba tshegetsa ngwao ya bone ka metlha yotlhe. Motse o o tlhomilweng boremelelo jwa ngwao, o ka nna le itsholelo ka bajanala ba ka o etela, mme se se tlhame ditiro mo motseng tse di akaretsang tsa bodiragatsi le go dira dilwana tsa setso. Mothusa tona o ne gape a supa fa ngwao e ka dirisiwa go tswakanya itsholelo, ke ka moo puso e dirileng mananeo a le mmalwa a a rotloetsang ngwao. Fa a itebaganya le banana, Rre Makgalemele o supile fa ngwao e ka dirisiwa go bopa banana, ya nna batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng. O supile fa banana ba na le kgwetlho ya dingwao tse di farologaneng go tswa kwa mafatsheng a sele, mme a ba kopa gore ba kope mekgwa e e siameng, e e ka ba tlhabololang. A re ga go motlhofo go tshela mo nakong eno, e mafatshe a setseng a kopane, ka go na le dingwao tse di ntsi tse di farologaneng, mme a re se ga se a tshwanna go nna kgwetlho, mme di ka kopanngwa le Batswana, ka ngwao e nna e fetoga le dinako. Rre Makgalemele o buile fa go simolodisiwa ga Dithubaruba ka 2007, go nnile le dipoelo ka jaana di beile mo mpepeneng ngwao le ditso tsa Bakwena. Dithubaruba gape di fa batho ba Kweneng seriti le sebaka sa go ikgantsha ka ngwao ya bone, le go rotloetsa Bojanala jwa ngwao. Mothusa tona o boletse gape gore Dithubaruba di fa banni ba Kweneng sebaka sa go rekisa dithoto tsa bone tsa setso, le go somarela ngwao ya bone. O kopile komiti e e rulaganyetsang moletlo o, go nna ba tswelela ba godisa boleng jwa tsone, gore e tle e nne moletlo o motona, wa maemo a mafatshe fatshe. Letsatsi le simolotse ka dikgafela, bomme go tswa mo dikgotleng tse di farologaneng ba afa Kgosi Kgari III sebase robileng mo thobong e e ftileng. Go ya ka ditso tsa Bakwena, dibeke di le tharo morago ga go ntshiwa ga dikgafela, kgosi o bolotsa letsholo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Itlhatlhobeleng malwetse ka go farologana Banni ba Mahalapye ba kgothaditswe go tsibogela botsogo ka go itlhatlhobela malwetse ka go farologana. Fa a bua mo letsatsing la go itlhatlhobela malwetse bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla la Man Sector kwa Mahalapye, Rre Kebaemetse Kesenogile o boletse fa dithuto tseo di ne di itebagantse le go tsisa ditlamelo tsa botsogo gaufi le batho ka ba lemogile fa go na le batho ba ba sa kgoneng go latela ditirelo tsa botsogo kwa dikokelong, segolo jang bagodi. O tlhalosa gore ba etse tlhoko gore go itlhatlhobela malwetse a le mokawana go tsaya nako, ka jalo batho ga ba ke ba nna pelotelele go letela ditirelo tsa mofuta o kwa dikokelong. Rre Kesenogile o boletse gape gore bontsi jwa ditlamelo tsa botsogo tse ba di atameditseng morafe ke tse ba lemogileng fa di se yo mo dikokelwaneng e bile dingwe tsa tsone batho ba di latela kgakala. Mme Kgomotso Kemoitse go tswa kwa mokgatlhong wa Fokotsa Dino o tlhalositse gore go botlhokwa gore batho ba ikgaphe mo go iphetiseng dino ka go sa siamela botsogo. O tlhalositse gore ga go sepe se se molemo se bojalwa bo se dirang mo mmeleng fa e se go o koafatsa fela. O kgaletse batsadi bangwe go nna le seabe mo go rekisetseng baithuti ditagi gonne seo ke go senyetsa bana botsogo e bile batho ba mothale o ga ba supe fa ba na le pelo ya setsadi. Moeteledipele wa mokgatlho wa Lentswe la Bomme, Mme Connie Nshimwe a re bomme le basetsana ga ba a tsoga mo malwapeng ka ba angwa thata ke kgokgontsho ya bong. A re seemo se, se a tshwenya ka se tsenya botsogo jwa bone mo diphatseng. O boletse fa dipatlisiso di supa fa ba ba amegang ba tshwenngwa thata ke malwetse a tshwana le madi a matona , bolwetse ja sukiri le kgatelelo ya maikutlo. O kopile bomme go aga botsalano jo bo nonofileng le bone gore ba kgone go phuthologa go ba bolelela sengwe le sengwe le fa ba kgokgontshiwa ba seka ba tshaba go ba itsese. Mme Nshimwe a re batsadi ba tshwanetse go supa lorato le go kgathalela bana ba bone le fa ba nyetswe gore ba ba neele dikgakololo, bogolo jang fa ba tla ka dikgang tsa kgokgontsho go na le go emela go tsiboga fa dikgang di setse di keketse. E ne e rile a amogela morafe, kgosi wa kgotlana ya Botalaote, Rre Obonetse Kakabale a re o tshwenngwa ke gore banana ba maoto a tshupa mo bokopanong bo tshwana le jo le ntswa melaetsa e mengwe e ba lebagane, segolo ka e le bone ba tsentseng lesukuru mo motseng ka botlhoka tsebe. BOKHUTLO health 6 Lekgotla la borre le itlama go lwantsha thubetso E rile bosheng lekgotla la borre la tshwara thutopuisano e maikaelelo a yone ele go ntsha borre le banana ba basimane mo go tsa goitseela dikobo ka dikgoka. O tlhalositse seo kwa thutopuisanong ya lekgotla la Borre mothusa mogolwane wa mapodise a Bobonong Rre Michael Maphephu a re mo bogaufing gosetse go diragetse ditiragalo dile mmalwa tse mo go tsone mongwe wa bone o ne a remiwa ka selepe bakeng la go itseela dikobo ka dikgoka fa mo nakong eno a le moseemong se se kwa tlase. A re maikaelelo a thutopuisano e ke gotla go baruta, kwa bofelong baye go ruta ba bangwe, a tlatsa ka gore lekgotla Men Sector ke la boithaopo. O tlhalositse fa lekgotla la borre le kopane la bofelo ka ngwaga wa 2008, mme le tlhamilwe ka maphata a puso, mme gona le kgonafalo ya gore bafodisediwe kwa mafelong a mangwe le bo le wela tlase,se se botlhokwa ke gore morafe wa motse batsene mo lekgotleng la mensector. A re gole gantsi tlhakanelo dikobo e laolwa ke borre,fa motho wa mme a lapile a tswa go thagola le le borre lare lebanyetse. Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente Rre Monkemedi Dingalo a re go botlhokwa go lemoga gore lefatshe ka bophara le apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa AIDS le mogare wa HIV,mme se se raya gore kgaolo ya Bobirwa fela jaaka tse dingwe le yone e amegile. O boletse fa dipalo tsa lefatshe la Botswana di supa gore kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya tse di gogang kwa pele ka botlhoko jo. O ne a rotloetsa ba tsena thutopuisano eo gore fa tswafa baye go bolotsa letsholo la ruta ba ba sa nnang letshono ya go tsenelela dithuto gore molaetsa otle o goroge kwa setshabeng ka karetso. A re borre batseye thuto eo ka tlhwaafalo ka go itshupile go tswa bogologolo gore tlhakanelo e laolwa ke bone e le borre le gore e dirwa leng jang,a supa fa mokgwa o o e le borre bao emisa ka ke o ne o kuketsang kanamo ya mogare. Bagolwane ba lekgotla la mensector borre Rebaone Dintwe le Joseph Mphafe bare kgaolo ya Bobonong e tshwanetse ya tsosolosa lekgotla la borre gore kwa bofelong babepise diemo tse disa nnang sentle. Bare borre ba buwe dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le gore bakadi rarabolola jang,e le bontlha bongwe ja go aga kgaolo ya Bobonong. Ba boletse fa motho wa mme fa ese a nyalwe baitlhokome,mme morago ga lenyalo bomme ba a itatlhelela bare banyetswe. Batsena phutlhego eo bane ba supa fa bana le dikgwetlho tsa gore bomme bangwe bagana gotlhakanela dikobo kwa bofelo go batlame gore banne le bakapelo kwa thoko kana gore fa gona le ba ba rekisang bareke tlhakanelo dikobo crime_law_and_justice 1 IEC e supa lorato ka go abela baithuti kwa Kudumatse Mogokgo wa sekole se segolwane sa Dikgatho kwa Kudumatse o lebogile lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho (IEC) go supa lorato ka go abela baithuti ba basetsana mesangwana ya itshireletso. Mme Betty Lephepe o buile jalo bosheng a supa gore bana ba ba tswang mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase ba na le dikgwetlho tse di tlhokang go emelwa ka dinao ke botlhe. O lebogetse ba IEC go tswelela ba tshwaraganye le sekole seo, le gone go thusa go tlamela baithuti ba ba nang le dikgwetlho tsa botshelo. Mme Lephepe o supa gore tlhaelo ya ditlamelo ka go farologana jaaka tsa ditlhaeletsano le maranyane, e dira gore bana ba ba mo metseng ya magae ba salele kwa morago, ka jalo go le botlhokwa go bona makalana ka go farologana a ntse a ba thusa ka se ba ka se kgonang. O tlhalositse fa ba se kake ba tlhola ba lebala lorato la ba IEC, a re lekgotla leo le bone masego le matlhogonolo go tswelela le thusa ba ba nang le dikgwetlho mo botshelong. Ba IEC ba ne gape ba thusa ofisi ya boipelego ka diaparo tse di tlaa abelwang bangwe mo Kudumatse. Fa a rola dimpho tseo, mogolwane wa lekgotla la IEC, Mme Agnes Setlhogile o tlhalositse gore seabe sa bone se tsamaelana le maikaelelo a Tebelopele ya 2036. Mme Setlhogile a re le fa dimpho tse ba di ntshitseng di ka seke di lekane botlhe ba ba tlhokang, di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a ba ba tlaa di amogelang. Morago, ba lekgotla la IEC ba ne ba lema ditlhare tsa moriti mo kgotleng ya Kudumatse. BOKHUTLO politics 7 Melao mengwe e kgoreletsa Batswana go tsena mo kgwebong Puso e tsere tshwetso ya go re mo ngwageng o o tlang wa madi, e kgaoganye lephata la papadi le madirelo go tlhama le le itebagantseng le dikgwebo tse dipotlana le le tlaa bidiwang Ministry of Small Businesses and Enterprises. E rile a buisa phuthego kwa Shakawe ka Labone, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a tlhalosa fa maikaelelo e le go godisa dikgwebo tse dipotlana ka itsholelo ya mafatshe e ikaegile bobe ka tsone. O kaile fa dikgwebo tse, e le tsone tse di hirileng batho ba le bantsi, ka jalo di tlhokana le go re go itebaganngwe le tsone ka mashetla gore di gole di bo di ntsifale. “Re batla go re re ye go godisa boitseanape jwa tsone gore di gole di loe e bile di nne le tona fela yo o itebagantseng le tsone. Ke sone se o bonang ka kgakololo ya baitseanape re simolotseng ka go tlhofofatsa go dirwa ga kgwebo e potlana,” Dr Masisi a tlhalosa. Tautona Masisi o gakolotse Batswana gore puso e dira jaana gore dikgwebo tsa mo gae, go sa kgahalesege gore ke tse ditona kgotsa tse di potlana, di simolole go rekisa kwa ntle ga Botswana. “Le seka la leba mo Botswana fela, le rekise kwa mafatsheng a mangwe,” Tautona Masisi a kgothatsa. A re puso e beile monwana ditumalano tsa Africa Continental Free Trade Agreement tse di tlaa dirang gore mafatshe otlhe a Africa a gololesege go tla go rekisa dithoto tsa one mo Botswana mme le bone ba bulele dikgwebo tsa mo Botswana go rekisa kwa mafatsheng ao. Mo go tse dingwe, Dr Masisi o boletse fa puso e tlaa atolosa ditlhaelatsanyo tsa lefaufau. “Mekgwa e ya ditlhaelatsanyo re batla gore e atologe mongwe le mongwe a nne le yone le bo le ka e dirisa gore le gwebe ka yone. O tsenye madi o duele motho, o duelwe e bile o ntshe ditaelo go boloka madi a go palama o tswa fa o ya Gaborone,” Tautona a tlhalosa. Dr masisi o ne gape a tlhalosa fa e le maikaelelo a puso gore bojanala le jone bo tsene mo diatlang tsa Batswana. Tautona o ganeditse mafoko mangwe a a buegang a go re puso e batla go emisa go amogedisa bagodi, a re ga a na boamaruri. “Puso ga e na kakanyo ya go emisa madi a bagodi. Kakanyo e e leng go re re ka nna le yone ke gore puso e a oketsa leng,” Dr Masisi a tlhalosa. O latotse gape dikgang tsa go re puso e ya go emisa Ipelegeng, a tlhalosa fa le tsone e se nnete A re e rile ba lemoga fa leuba le shenne meno, puso ya oketsa dipalo tsa Ipelegeng. “Ke jaaka le bona re tsentse dijo tsa mo mosong tsa bana ba dikole tse dipotlana,” Tautona a kaya. Dr Masisi o gakolotse setshaba gore se seka sa ikimetsa bana. “Bana re a ba rata mme ga ke batle re ikimetsa bana. Ga ke re ba ba teng re ba dire sepe, mme a sekale le se ngotle. Ba clinic ba tlaa re thusa,” a tlhalosa. “Kana fa o ka nna le bana ba le bantsi ka nako e le nngwefela ba tlaa go imela. Ba ba teng o ba tlamele, o ba babalele, re a ba rata re tlaa ba thokomela,” Tautona a tlhalosa. Dr Masisi o kgadile borre ba ba tlhokomelelang bana kwa makgotleng a ditshekelo a re dipalo tsa boneba ke tse di tlhabisang ditlhong. “Mme ke tlaa kopa gore le magosi a rona a re thuse ka gore re na le kgang e nngwe e e botlhoko mo Botswana ya go itatola bana. Kgang e, e batla re le borre re iphuthe,” a kgothatsa. O tlhalositse gape fa puso e tshwenyegile ka fa bomme ba ketekwang ka teng. A re bomme ba a ketekwa go twe ba ketekelwa lorato e bile ba a bolawa go twe ba bolaelwa lorato. “Le lona bomme motho fela fa a go keteka tsamaela ruri. Lesa go boela magaleng ga bedi,” Dr Masisi a gakolola. politics 7 Motsamao wa leruo o emisitswe Lephata la matlhoko a leruo kwa kgaolong potlana ya Okavango, le tlhagisitse barui ba koo go emisa ka nakwana motsamao wa leruo mo kgaolong eo. Motsamao oo o tlaa emisiwa go fitlhelela dipatlisiso di ntsha maduo a a tlhomamisitsweng tebang le dipelaelo tsa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo. Seno se builwe ke Dr Leano Sethong mo potsolotsong, gore e ne ya re kgwedi e e fetileng ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le borobabongwe, morui mongwe wa meraka ya Mohembo botlhaba a ya go begela ba ofisi ya gagwe kwa Shakawe fa dikgomo dingwe tsa gagwe di na le dikai tse a sa di tlhaloganyeng. A re erile ba tsibogela pego ya gagwe, ba ya go fitlhela dikgomo tsa gagwe tse nne di na le dikai tse go belaesegang e le tsa bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ba di tsaya madi go ya go tlhatlhobiwa ba santse ba emetse maduo a one. Dr Sethong o ikuetse mo baruing ba kgaolo ya Okavango, bogolo jang ya A2 go dirisa methale e e farologanyeng ya go leka go kganela motsamao wa leruo mo kgaolong ya bone go fitlhelela maduo a a sa tswang go tsewa a tla. A re go ka nna madi mabe fa barui bangwe ba ka seke ba dirisanye sentle le ofisi ya gagwe ka go tlhoka go obamela ditaelo tse ba di filweng go leka go thibela bolwetse joo go anamela kwa dikgaolong tse di mabapi kgotsa kgaolo yotlhe ka kakaretso. Kgaolo ya A2 e simolola kwa motsaneng wa Samochima mme e felele kwa boseja jo bongwe jwa noka ya Okavango. E re dikgang di eme jalo, morui mongwe yo o kopileng go sa buiwe maina o kopile ofisi ya matlhoko a leruo go nna podi matseba tebang le barui bangwe ba ba ka nnang ba nna botlhabetsi mo setshabeng ka go gatelela dikgomo tsa bone go di siisa ka jaana seo se ka nna sa baka kanamo ya bolwetse kgaolo ka bophara. health 6 Go sego letsogo le le abang Banana ba setlhopha sa Balaza Charity kwa Tutumeba abetse malwapa a le matlhano mo kgotleng ya Selolwane le ya Thini dimpho tsa diaparo le dijo ka malatsi a boipuso. Modulasetilo wa setlhopha seo, Rre Moeti Kuchwe o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba abele malwapa ao gore le bone ba kgone go itumela le go ipela le ba bangwe ka letsatsi leo Rre Kuchwe a re setlhopha sa Balaza se dirilwe ke banana ba Tutume mme moonomogolo e le go kokoanya madi ka go dira maitiso, ba bo ba dirisa madi ao go abela ba ba tlhokileng lesego mo motseng. A re ba bone go tshwanela gore le bone ba supe lorato ka malatsi a boipuso, a tlhalosa fa ba ne ba ikopanya le ofisi ya ga mmaboipelego go ba bolelela ka moono wa bone e le setlhopha mme ba fiwa malwapa a le matlhano gore ba a abele diaparo le dijo Rre Basipo Machinya, wa kgotla ya Thini, yo e leng mongwe wa ba ba abetsweng dimpho, o ne a supa boitumelo jo bogolo fela thata mme a leboga ba setlhopha sa Balaza. A re dimpho tse a di abetsweng di tlaa mo thusa fela thata le ba lelwapa la gagwe ka ene a sa bereke e bile a sa kgone go ba tlhokomela. O ne a leboga mmaboipelego go bo a tlhophile lelwapa la gagwe go nna lengwe la a ileng a segofadiwa ka dimpho mme a kopa setlhopha go tswelela ka tiro e ntle eo.Bokhutlo society 9 SOS e tlaa ipela le morafe wa Tonota Ba legae la bana la SOS kwa Francistown ba sweditse go ya go keteka le go ipelela dingwaga tse di masome mabedi le ntse le le teng le banni ba Tonota kgwedi eno e le masome mabedi le boferabongwe kwa kgotleng kgolo. Fa a buisa banni ba Tonota bosheng, motlhokomedi wa bana, Rre Thabologo Motsamai o tlhalositse fa tiro ya bone e tona e le tlhokomelo ya bana ba ba akaretsang dikhutsana, ba ba kgokgontshitsweng, ba ba latlhilweng le ba ba ikgatholositsweng ke batsadi. A re ba tshwanetse go ipelela dingwaga tse ba di tsamaileng le ntswa go ne go se bonolo, mme ba kgonne maikalelo a bone ka kemonokeng ya morafe wa Tonota. Rre Motsamai o boletse fa ba kgonne go lemoga seabe sa batho ba Tonota, a kaya fa e le bone ba tlang kwa legaeng la bana ka bontsi go ba lekola. O supile fa dikereke le dikhwaere tsa Tonota di ba eme nokeng ka dithuso tsa madi le melora fa balemi bone ba kgaogana thobo le legae la bone. A re se se kaya mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko. A re ba na le letlhoko la madi ka ba bona sedikadike go tswa mo pusong ka ngwaga nako e puso e kgonneng, mme madi a, a sa lekane go tsamaisa magae a SOS, ke ka moo ba tshwanetseng go lemoga le go ipelafatsa ka batho ba tshwana le ba Tonota. Rre Motsamai o tlhalosa gore legae la bana la Francistown le tlhokomela bana ba ka tshwara 2 000 ba akaretsa le ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng a bone a tlholego. A re ba na le malapa a selegae a a nang le mme le mmangwane a le 16, la bo 17 e le la nakwana, se e le mokgwa wa go isa bana kwa gae, go ba tsenya mo bathong go ba ruta matshelo a kwa gae, gore ba ithute ditiro tsa ngwao di tshwana le go lema le go disa. A re bangwe ba bana ba bone e setse e le borre le bomme ba ba berekang fa bangwe ba bone ba setse ba le mo manyalong. Fa a rola malebo mo boemong jwa Bakhurutshe, Mme Kgomotso Mothibi o akgotse ba legae la bana ka ba dira tiro e kgolo. A re ga ba a tshwanela go iphitlhela ba le mo legoeleleng, ka jalo ba tlaa tswelela ba ba fa dithuso le go ba rotloetsa. Mme Mothibi a re ba itse diemo tse ba SOS ba di ralalang letsatsi le letsatsi, ka e le batsadi e bile ba na le maitemogelo a kgodiso ya ngwana. Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o amogetse ba SOS go tla go ipelela mo kgotleng ya gagwe. A re ba lesego go tlhophiwa fa gare ga metse e e kanakana. O kopile morafe go thusa ka diatla le sengwe le sengwe se ba se kgonang. O tlhalositse fa se ba se dirang se tlaa gakologelwa kwa legodimong, ka lefoko la Modimo le re go sego letsogo le le abang, go na le le le amogelang. society 9 Banni ba kopilwe go nna pelotelele Mopalamente wa Lentsweletau-Mmopane, Rre Vincent, Seretse o kopile banni ba Mahetlwe gore ba seka ba fela pelo ka dingwe tsa ditiro tsa ditlhabololo tse di saletseng morago jaaka go dirwa ga ditsela. O buile fa a ne a tsibogela pego ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse oo. Rre Seretse, yo gape e leng tona wa papadi le madirelo, a re dithulaganyo tse di neng di dirilwe ka ngwaga wa 2008 di ne tsa busediwa kwa morago mme morago ga moo ga nna le dikgwetlho tsa letlhoko la madi tse di neng tsa fetola seemo. A re puso e itlamile go tlhabolola lefatshe lentswa go na le dikgwetlho jaaka metsi le motlakase tse di tlhokang go potlakelwa. Rre Seretse o ne a akgola banni ka go aga matlo a batlhoki a le mabedi ka lenaneo la Ipelegeng. A re batho ba tshelela mo dipakeng tse di thata tsa botshelo mme ke sone se e ya reng fa go dirwa pego ya madi ngwaga le ngwaga go latlhelwe lentswana, le go oketsa dipalo tsa badiri ba lenaneo leo. Mopalamente o ne gape a lekodisa banni ka melao e go buisantsweng ka yone kwa palamenteng, jaaka molao wa maloma tsebe le wa ditlhopho, a tlhalosa fa go na le mochine o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba e le maiteko a go tokafatsa tsamaiso ya ditlhopho. Fa a tsibogela matshwenyego a batho ba motse a go tsenya metsi le motlakase mo matlong a batlhoki mothusa mokwakedi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentweletau Rre Gofaone Kgabanyane a re seemo seo se laolwa ke fa khansele e na le madi. A re mathata a ba nang nao ke gore fa ba sena go tsenya metsi le motlakase mo matlong ao seo gape e nna morwalo wa khansele ka go duela sekoloto ka jaana batho bao, ba sa tseye boikarabelo kana go sirelatsa tse khansele e ba di diretseng le ntswa go na le lemme le ba le neelwang ke khansele. Ka kgang ya letlhoko la mmaboipelego kwa motseng wa bone, Rre Kgabanyane o ne a tlhalosetsa batho ba motse oo gore mmaboipelego wa bone o ne a fudisediwa kwa Hatsalatladi ka maikaelelo a khansele e le gore bommaboipelego ba thuse metse e mennye ba tswa kwa metseng e megolwane e ba nnang kwa go yone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Lebotsang Gobusamang o ne a tlhalosa fa motse o godile ka jalo ba kopa gore metsi a anamisetswe kwa bathong. O bile a re ba sale ba kopile gore tsela ya Mahetlwe-Molepolole le Medie e tshelwe sekonotere mme nako kgolo ke eno. society 9 Mokhanselara o rotloeditse banni go tlhama dikoporase Mokhanselara wa Molapowabojang Botlhaba Rre Calvin Matlale o rotloeditse banni ba Molapowabojang go ikopanya go tlhama dikoporase go fetola matshelo a bone. Fa a buwa kwa phuthegong ya kgotla bosheng, a re go dira jalo go tla ba thusa go tlhabolola motse, a kaya fa megopolo e, e ka tsholetsa le go fa motse seriti le go tswelwa pelo ke metse e mengwe. Mokhanselara Matlale o tlhalositse fa se, se ka kgonagala fela fa banni ba ka tshwaragana. O ne a fa sekai se makhanselara a khansele potlana ya Kanye ba se bonyeeng ba etletse motse wa Satau kwa Chobe kwa ba neng ba ile go tsaya malebela teng, a tshwaragano ya banni mo go itlhabololeng a supa fa batlhoki koo ba le masome a matlhano ba ikopantse go tlhama koporasi. O boletse fa batlhoki ba ne ba kopa madi ka thuso ya ga mmaboipelego gore ba kgone go simolola koporasi ba dirisa ditalente tsa bone go loga, go aga, go betla gareng ga tse dingwe. Mokhanselara o kaile fa dilwana kana dithoto di dirwa kwa malwapeng, mme ere morago ba di ise kwa koporaseng gore di ye go rekisiwa mme mo mading a ba dirileng, ba ntsha masome a mabedi mo lekgolong a isiwa kwa letloleng fa a setseng o ne a neelwa maloko go ithusa ka go reka dijo le tse ba di tlhokang. Ka jalo,o ne a rotloetsa banni go kopa se se dirwang kwa Chobe gore le bone ba kgone go tlhabolola motse le matshelo a bone a supa ga se se ka kgonagala fela ka go tshwaragana. Mo go tse dingwe mokhanselara o boletse fa go tshwenya gobo banni ba sa tsene diphutlhego tsa kgotla a supa fa ditlhabololo di ka se nne fa banni ba sa kopane le boeteledipele go rerisana ka matshwenyego le megopolo e ba nang nayo. O tlhalositse fa ba tshwanetse go mmitsa go rerisana nae ka ele bone ba mo rumileng gore a ye go ba buelela gore ditlhabololo di nne teng. Mo dikakgelong banni ba ne kopa gore go akanngwe go aga madirelo a dirang ditshipi tse di itebagantseng le tsa temo thuo, go rekisa motlhaba, go rekisa dinawa le dikoko e le dingwe tse ba ka tlhabololang motse. economy_business_and_finance 3 Bodiragatsi ke kgwebo mo bananeng Badiragatsi ba mmino wa dikhwaere ba na le go tlhagafalela mmino wa bone ka e le kgwebo e ba ka itshetsang ka yone le go tokofatsa matshelo a bone. Mafoko a, a builwe ke molomaganya ditiro mo lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao mo Kgalagadi Mme Betty Gaotilwe kwa dikgaisanyong tsa kgaolo ya Western Region kwa Tsabong ka Matlhatso. Dikgaisanyo tseo tse di akaretsang ditlhopha go tswa mo Kgalagadi le Ghanzi di ne di tseneletswe ke ditlhopha tsa dikhware go tlhopha khwaere e e tlaa fetelang kwa legatong la bofelo la dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona kwa Gaborone kgwedi e e tlang. Mme Gabotilwe o tlhalositse fa pele maikaelelo a dikgaisanyo tseo e le go epolola botswerere jwa badiragatsi, go tsosolosa, go rotloetsa le gone go somarela ngwao. A re jaanong mo nakong eno maikaelelo a bone ke go ipapatsa mo setshabeng, go tlhama diphatlha tsa mebereko, go dira dikgwebo ka go nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe leno ka go oka bajanala. O boletse fa gape e le go godisa popagano le tshwaragano mo merafeng e e farologanyeng mo lefatsheng. Ka jalo o ne a gakolola ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere go supa boitshwaro, botho le maitseo gongwe le gongwe fa go tshegediwang dikgaisanyo tseo teng ka setshaba se ka nna le tshepo mo go bone ka go eletsa go tsaya karolo mo ditirong tsa bone mme ba obe letsogo. Dikgaisanyo tseo di ne di tseneletswe ke ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere di le lesome le bosupa, mme khwaere ya Mahutsane go tswa kwa Kang e ne ya dira go swela go tlhomamisa gore e kgatlha matlho a baatlhodi ka go ikgapela maemo a ntlha. Khwaere ya Mahutsane ke la bobedi e ntse e tswa ka tse di tsididi ka ene ya re le ngwaga yo o fetileng ya nna ya tswa ka tse di kwa pele mo kgaolong eo. E ne ya longwa serota ke khwaere ya Young Dangerous Choir go tsholeletsa kwa godimo gape leina la Kang, fa maemo a boraro a ne a gapiwa ke khware ya Kagiso go tswa kwa Kokotsha. Khwaere ya Mahutsane e e gapileng maemo a ntlha ke yone e tlaa fetela kwa legatong la bofelo kwa makgaolakgannyeng fa Young Dangerous Choir le Kagiso tsone di tlaa atswiwa ka P8000 le P5000. Mothusa mokwaledi wa setlhopha sa Mahutsane Rre Lazurus Sekepe o ne a supa boitumelo jo bogolo a kaya fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba dira ka natla go tlhomamisa gore ba tshegetsa maemo ao ngwaga le ngwaga. Rre Sekepe o boletse fa khwaere ya gagwe e sale e tlhamilwe ka 1983 morago ga go tswa mo go ya Young Dangerous Choir. A re e fetetse kwa makgaolakgannyeng makgetho a le mane ka 2013, 2015, 2017 le 2018. A re moopelo ke selo se motho a tshwanetseng go tsena mo go sone ka go se rata e seng a patelediwa, ka jalo a gakolola ditlhopha tse dingwe go nna le tshwaragano, tirisano mmogo, therisano le go ipha nako ya go itlhokoletsa dikgaisanyo nako e sa ntse e le teng ka seo se ka thusa go tokafatsa le go tlhabolola bodiragatsing jwa bone go ya pele. Moatlhodi mogolo mo letsatsing leo Rre kopano Mantswe o ne a bolela fa bone e le baatlhodi ba sala morago mokwalo o o laolang ka fa ba atlholang ka teng, a gololola ditlhopha go itsolopaganya mo pineng e ba gaisanang ka yone ka go ntsha molodi o o kgatlhisang. Rre Mantwe o kaile fa botlhe ba tshwanetse go remelela mo setlhogong, go supa boitumelo ka go natetsha pina e bile ba tsamaelana ka seo se ka kgatlha matlho a baatlhodi, a kaya fa moopelo o le botlhokwa ka o sidila maikutlo le tlhaloganyo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go inosa ka nkgo go ka fokotsa lehuma Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Mme Kene Mololwane, a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mowa wa boipelego o ba itsegeng ka one go tswa goo-lowe. E rile a bua kwa motseng wa Lepashe mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa bathong, Mme Mololwane a bolela gore fa Batswana ba ka tsosolosa mowa wa boipelego, go ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba tshelelang mo lehumeng le gone go ikaega thata ka puso. Mme Mololwane a re e re ntswa puso e lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya itsholelo, e leka ka bojotlhe gore mananeo, a maikaelelo a one e leng go ka tokafatsa matshelo a Batswana, a tswelele. A re mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma, LIMID, ISPAAD le a mangwe ka go farologana, ke maiteko a puso go rotloetsa Batswana go a dirisa go ipelega go fokotsa morwalo le ‘bo atlhama ke go jese’. O tlhalositse gore go itshupa fa bangwe Batswana ba tshelela mo lehumeng ka jaana ba nyafalela mananeo, bangwe ba nna boitseme fa bangwe bone ba itlhoboga fa mananeo a ba a tsereng a lebanwa ke dikgwetlho. Go sale foo, Mme Mololwane a re maikaelelo a go bo khansele potlana ya Tutume e isa ditirelo kwa bathong, ke go rotloetsa gore setshaba se fiwe ditirelo le dithuso tsa boleng jo bo kgatlhisang gape di le maleba. A re seno se ka dira gore setshaba se nne le tshepho mo bodireding fa ba-na-le seabe ka go farologana ba ka dira mmogo. Mme Mololwane a re go tlhoka go thusa setshaba ka botho le nako e e solofetsweng go ka diga seriti sa maphata. O bile a kgala a menne phatla bangwe badirela puso ba ba gogang dinao fa ba tshwanelwa ke go thusa setshaba, a supa fa mokgwa oo e le one o o tsalang maduo a a sa itumediseng. Mothusa mokwaledi gape o gakolotse setshaba gore fa ba na le dingongora, ba tshwanetse go sala tsela e e maleba morago gore dingongorego tsa bone di arabiwe. BOKHUTLO society 9 Kgalagadi o tlaa ipelela letsatsi la diteme Kgaolo ya Kgalagadi e tlaa ipelela letsatsi la mafatshe la diteme kgwedi ya Tlhakole e tlhola masome a mabedi le bongwe kwa Middlepits. Fa a bua mo potsolotsong, mothusa molomaganya ditiro tsa kgaolo ya Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o tlhalositse fa dipaakanyo tsa letsatsi leo di tsweletse sentle, a tlatsa ka gore mongwe le mongwe yo o nang le seabe mo dipaakanyong tseo o dira ka thata go netefatsa gore tiro eo ea atlega. O tlhalositse gore letsatsi leo le le ipelelwang ngwaga le ngwaga le seegetswe fa thoko ke ba UNESCO ka maikaelelo a go somarela le go tlotlomatsa diteme tsa mafatshe a mokgatlho oo. A re ntleng ga go tlotlomatsa puo letsatsi leo gape le itebagantse le go tlotlomatsa ngwao, dijo, kapari le mmino. Mme Mosala o tlhalositse gore lefatshe la Botswana le simolotse go ipelela letsatsi leo ka ngwaga wa 2008 mme kgaolo ya Kgalagadi ke ya bofera-bobedi go le ipelela. Kgaolo ya Kgalagadi e na le diteme tse di farologaneng mme gare ga tsone ke Sesarwa, Setlharo, Seherero, Afrikaans le Sengologa. arts_culture_entertainment_and_media 0 Nawa o tlhalosa thulaganyo ya thobega Nako tsele tsa maloba go ise go tle bongaka jwa sekgowa, Batswana go ne go na le ka fa ba ikalafang ka teng fa ba lwala kgotsa ba golafetse, le go alafa leruo tota. Fa a bua mo potsolotsong le Rre Nawa a re thobega e ne e dirwa ka thito ya sethare sa moretologa o o iseng o gole thata, mme thito e, e ne e betlwa e bo e sale e le sephaphathi e bo e kgaoganngwa gabedi. A re thito e ne e inwa mo metsing a a bothitho mme morago ga metsotsonyana metsi ao a dirisiwe go tlhapisa motho fa a robegileng teng. O tlhalositse fa go ne go tlhokega gore yo o robegileng a isiwe kwa ntle ga motse, go tlhophiwe fa go leng molatswana teng, kwa a tlaa tlhabelwang thobega teng. A re go ne go tshwanetse go tlhophiwa lefelo le go ka se keng go gate motho kgotsa phologolo epe teng ka go ne go dumelwa fa motho kgotsa phologolo e e ka gatang fa go neng go tlhabelwa thobega teng e ka robegela gone foo. A re yo o tlhajwang thobega o ne a tlhamalatsa lonao kgotsa seatla se se robegileng mme go tshegediwe fa go robegileng ka dithito tse pedi tsa moretologa mme di lebaganngwe le lerapo le le robegileng. A re go ne go tshasiwa matute a sethare se se bidiwang bogoma mo dithitong tseo le fa go robegileng teng, gore dithito di ngaparele. A re morago ga tseo go ne go kolobediwa ditodi tsa mogwana ka metsi a thito ya moretologa go itsa gore ditodi di omelele ka bonako, mme go bo go bofelelwa dithito tsa moreteloga fa go robegileng teng. O supile gore morago ga tiro e go ne go bewa letlhaku la mosu kgotsa mongana fa go neng go tlhabelwa thobega teng go itsa gore motho kgotsa phologolo gate foo ka phoso. A re yo o tlhabilweng thobega le yo o neng a dira ba ne ba sa tshwanela go leba kwa morago fa ba boela lwapeng go tswa kwa lefelong le go neng go dirwa thobega teng, e bile ba ne ba sa tshwanela go bolelela kgotsa go supegetsa ope fa go diretsweng teng. O ne gape a re yo o neng a tlhaba thobega o ne a tshwanetse go totla le go ilela letsatsi leo tka go sa omana, go rogana, go lwa kgotsa go tenega go fithelela la ka moso le tlhaba. A re yo o tlhabilweng thobega o ne a betlelwa thobane ya mogwana go ikokotela ka yone fa a robegile mo leotong, mme fa e le mo seatleng o ne a batlelwa letsela le bo le bofelelwa mo molaleng gore letsogo le seka la akgega. O tladitse ka go re yo o tlhabilweng thobega o ne a nna a nosiwa meriana e kopantswe le metsi a a setseng ka nako e go neng go tlhapisiwa fa a robegileng teng ka nako ya thobega, go ritibatsa bothoko. A re gantsi yo o tlhabilweng thobega o ne a ka seke a fetise dikgwedi tse tharo a sa fola. O thalositse fa seruiwa se ne se tlhajwa thobega fela jaaka motho, mme pharologanyo e ne e le gore se ne se direlwa kwa sakeng, go epilwe mosima go direla mo teng, mme morago o katelwe gore diruiwa tse dingwe di seka tsa gata. Rre Nawa o konoteletse ka go tlhalosa fa ene mo nakong eno a santse a tlhaba leruo la gagwe thobega fa le robegile mme e bile a kopiwa ke barui ba bangwe go ba direla leruo mme a sa lope dituelo dipe ka a na le lorato. health 6 Baithuti ga ba tsene sekolo sentle Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, Rre Domi Motlhanka o tlhalositse fa sekole sa gagwe se na le mathata a baithuti ba ba sa tseneng sekole sentle le ntswa batsadi bone ba tlhalosa fa baithuti ba tswa kwa malwapeng ba bolelela batsadi fa ba ya sekoleng mme ba sa goroge teng. Mo moletlong wa tshimolodiso lenaneo la Adopt a School ke khamphani ya Matcoy Supply and Services le kabo dimpho ya sekole seo, Rre Motlhanka o tlhalositse fa bangwe baithuti ba atle ba ba lome tsebe ka baithuti ba ba sa tleng sekoleng ba go bolelwang fa go na le kwa ba iphitlhang teng. Mogokgo o tlhalositse gape gore fa baithuti bangwe ba bodiwa ke barutabana mabaka a a dirang gore ba seka ba tsena sekole sentle, ba tlhalosa gore go ne go twe ba ye merakeng. O kgadile mogopolo wa batsadi bangwe ba ba isang bana merakeng, a bolelela fa ba tsuolola tshwanelo ya bana ya go ithuta. O kopile baithuti go dira tiro ya sekole e ba e fiwang ke barutabana ka botswapelo le lorato mme a kopa batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana ka go nna ba tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana. O rotloeditse baithuti go emisa go tlhoka go tla sekoleng ba sena mabaka a a tiileng. society 9 Ba ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha Banni ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti ba ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha la Letlhakane gammogo le le tona la Ngwato, ba re makgotla ao a dira dilo ka tshokamo. Banni ba ntshitse ngongorego ya bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, bosheng. Ba re go na le tlhakatlhakano le dintwa tsa lefatshe tse ba reng dingwe tsa tsone di bakiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha. Ba boletse fa ba sa dumelane le kgang ya gore ditsha tsa dikgwebo le dipolase tse di mo kgaolong ya bone di abiwe ke lekgotla le legolo la Ngwato kwa Serowe,ba supa fa Tona wa pele a ne a ba tlhalosetsa gore di ya go amogelwa di bo di abiwa mo lekgotleng la kabo ditsha la Letlhakane. Ba ne gape ba tlhalosa fa ba batla Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele ,ka jaana ba na le matshwenyego a mantsi a lefatshe a a batlang go rarabololwa. Ba re matshwenyego a bone ke gantsi ba rolela lekgotla le le potlana la kaboditsha la Letlhakane gammogo le lone le legolo la Ngwato,mme go sa tswe tema. Ka jalo ba bona go tshwenela gore Tona Maele a tle go ba thusa pele ga go senyegela pele. Ba tsweletse ba re ba kopa gore Tautona Khama a ba thuse ka go dirisa dithata tsa gagwe fa go tla mo kabong ya lefatshe mo kgaolong ya bone . Ba re ba batla gore Tautona a ba akanyetse fela jaaka a tlhalositse gore o batla go akanyetsa ba metse e gaufi le Gaborone,gore beng ba motse ba fiwe ditsha pele ga Batswana ba bangwe.Ba re motse wa Letlhakane o dikaganyeditswe ke meepo, ka jalo batho ba thelesegela koo ka bontsi ba batla ditsha,ka ba itse gore go na le mafulo a matalana. E ne e rile go le pele Mopalamente wa kgaolo yo o neng a patilwe ke mokwaledi wa gagwe ,a lekodisa banni ba Letlhakane ka molao kakanyetso wa kabo ya lefatshe. O ne a ba tlhalosetsa ka ditsetlana dingwe tse di tla fetogang mo molaong wa tsamaiso ya lefatshe mo Botswana.Molao kakanyetso o ,o bua gore lefatshe le ka abiwa ka tsamiso ya Khupelekhupele kana setsha se fiwa yo o tsentseng kopo pele. O tlhalosa gape gore jaanong lefatshe le tla bo le sigilwe e bile le diretswe moalo o o tlhomameng gore go se ka ga nna le phatlha epe e e senang tiriso. Molao kakanyetso o tswelela o re fa go ka fitlhelwa morui a na le moraka o o nang le sekgele se se letlang gore o ka abelwa polase ,go tla nna fela jalo o tla e segelwa,mme fa a ka palelwa ke go tlhabolola o tla e gapelwa mme e neelwe yo mongwe. Molao kakanyetso o tswelela o re barui ba mafudiso a a tlhakanetsweng ba tla thusiwa ke puso go a agelela. Le fa ba dumelana le ditsetlana dingwe ,tse dingwe tsone ba a di gana.Ga ba dumele tsamaiso ya khupelekhupele,go abiwa go lebilwe yo tsentseng kopo pele le go gapelwa mafudiso fa o palelwa ke go a agelela. Mongwe wa maloko a komiti ya bogakolodi jwa tsa merero ya tsa botsogo Mme Rebecca Oitsile o ,boleletse ba tsena phuthego gore ele banni ba motse wa Letlhakane ba tsere tshwetso ya go romela lekokolo kwa go Tona wa Botsogo Mme Dorcas Makgatho,go isa selelo sa bone sa gore ba tlhokana le go agelwa kokelo ka bofefo . Ba re kokelo e e leng teng ga e a lekana kgaolo ya bone gonne palo ya batho e gola tsatsi le letsatsi. E rile fa amogela baeng kgosi Tikologo Supang,a ngongorega thata ka bagwebi ba motse wa gagwe segolobogolo batswakwa ,a re ga ba tsene diphuthego tsa kgotla. Kgosi a re bagwebi ba tshwanetse ba tsena diphuthego tsa kgotla ka nako tsotlhe go itse ka ditsamaiso tsa motse o ba gwebang mo go one. Mopalamente o ne a ba solofetsa gore o tla isa dingongorego tsa bone kwa go ba ba lebaneng. O ne gape a re o utlwile sentle maikutlo a bone mabapi le molao kakanyetso wa tsamaiso ya lefatshe.Phelelo . BOKHUTLO politics 7 Tshwaragano e ka fedisa dipolaano Mothusa molaodi wa Serowe Rre Ewetse Selelo, a re go botlhokwa gore setshaba se tshwaragane mo ntweng kgatlhanong le go ipolaya.O buile se mo moletlong wa mafatshe wa thibelo ya letsatsi wa go ipolaya, e e neng e tshwerwe kwa motseng wa Mogorosi mo bosheng. Moono wa letsatsi le, le le ketekwang ngwaga le ngwaga lefatshe ka bophara kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le lesome, e ne e le “kgethololo, konono e kgolo e e itsang kganelo ya go ipolaya”. A re go fetola mekgwa le ngwao mabapi le bolwetse jwa tlhaloganyo le go ipolaya, go tlhoka seabe sa mongwe le mongwe. O kopile batsena moletlo oo go tla ka maiteko a go ka akantshana ka methale ya go emisa seru sa go ikgapela botshelo. Mooki wa balwetse ba tlhaloganyo kwa kokelong ya Sekgoma Memorial, Mme Malebogo Motsokono, a re mangwe a mabaka a a dirang gore batho ba ipolae a farologane, jaana kgatelelo ya maikutlo, go kgokgontshiwa, ditagi le tse dingwe. A re go le gantsi batho ba ba felelang ba lwala tlhaloganyo kana ba ipolaya, ba a bo ba tlhokile mongwe o ba ka buwang le ene ka nako ya kutlobotlhoko kana kgatelelo ya maikutlo. O boleletse phuthego e bontsi e neng e le banana gore le fa go ntse jalo, fa motho a iphitlhela a le mo seemong seo, go na le kwa a ka batlang thuso teng go na le gore a ikgapele botshelo. A re maphata a tshwana le la sepodisi, la boipelego le gone hela go bolelela mongwe kana tsala goka thusa thata go na le gore motho a felele a ikgapela botshelo. Assistant Superindent Molefhe Molefhe, a re dipalo tsa dikgetse tsa go ipolaya go tswa mo ofising ya sepodisi mo Serowe, di supa gore go kwadisitswe kgetse tseo di le lesome le bongwe ka ngwaga wa 2011. Ka ngwaga wa 2012 go kwadisitswe tse di lesome le bobedi, fa ka ngwaga wa 2013, go kwadisitswe tse lesome le boraro. Mo kgetseng tsa go bolaya kgotsa matshosetsi a go bolawa, go kwadisitse tse masome mararo ka ngwaga wa 2011, ka ngawaga wa 2012 go kwadisetswe tse lesome le bongwe fa ka ngwaga wa 2013 go kwadisitse di le lesome le boraro. Mme Motsokono tlhalositse fa dipalo tsa kgaolwana ya mothamo e e tsenyang Mogorosi mo teng di oketsegile fela thata mme a kopa banana go bona gore di a fokotsega. BOKHUTLO health 6 Ba kopiwa go emela boipuso ka dinao Banni ba Kaudwane, Salajwe le Khudumelapye mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go ema ka dinao go ikgobokanyetsa madi a a tlaa ba thusang go dira gore metse ya bone e kgone go nna le ipelelo boipuso jwa bomasome a matlhano e e duleng diatla. E rile a bua mo phuthegong e e neng e buisiswa ke molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, mogolwane go tswa mo ofising ya banana, Mme Felicity Nyoni, o ne a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tlaa ntsha lemmenyana la madi go ba thusa mo ditirong tsa letsatsi leo, mme a tlhalosa fa lemme leo le ka se lekane go dira tsotlhe tse di tlaa tlhokegang. A re se ke ka go bo metse e le mentsi lefatshe leno ka bophara ka jalo puso e ka se kgone go fa motse mongwe le mongwe madi a a lekaneng. Ka jalo o ne a ba rotloetsa go tla ka maano a go leka go kokotletsa madi jaaka go tshwara dikgaisano tsa bo mmabontle mo motseng. Mo go tse dingwe Mme Nyoni o ne a gakolola batho ba metse eo go phepafatsa metse ya bone gore e re molelo wa kgolagano le ipelelo boipuso di tla, di fitlhele e kgatlhisa, mme a ba rotloetsa go kgabisa dikgotla tsa bone ka mebala ya lefatshe leno. Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhagisa go ela tlhoko gore ga ba fose mmala wa botala jwa loapi wa folaga ya Botswana, a re makgetho a le mantsi batho ba na le go dirisa botala jo bo topegetseng jo e seng jone. O ne gape a ba rotloetsa go ithuta go opela pina ya setshaba ka tsela e e tshwanetseng ka jaana le yone batho ba itlwaeditse go e opela ka tsela e sele. Molaodi wa kgaolo eo, Rre Boammaaruri Otlhogile o ne a gakolola batho ba metse eo go netefatsa fa dikomiti tsotlhe tsa motse, bogolo jang ya boipuso di tshela ka jaana e tlaa bo e le tsone sesana se dipaakanyesto di beileng mo go tsone. O tlhalositse fa ba tlaa netefatsa gore go nna le badirelapuso ba ba tlaa gakololang komiti eo ka ditsamaiso. arts_culture_entertainment_and_media 0 Molao motheo wa dikereke o tshwanetse go salwa morago Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Selolwe kwa Francistown Bophirima, Rre Batshegi Kgari, o gakolotse bagolwane ba dikereke ga mmogo le maloko go dira le go sala morago molao motheo mo kerekeng. Rre Kgari o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re ga a jeswe diwelang ke go bona dikereke dingwe di retelelwa ke go buisana le go rarabolola diphapaang tse di tlhagogang mo dikerekeng. A re molao motheo wa motia ke tsela e e ka salwang morago go rarabolola dikgwetlho ka go farologana tse gantsi di nnang le seabe go thuba dikereke. O bile gape a supa fa molao motheo e le bokaedi jo bo rotloetsang tlhompho gape o aga le jone boleng jwa kereke. Rre Kgari a re kereke ke lefelo le le tshwanelwang ke go fiwa tlotla, ka jalo go botlhokwa gore maloko a dikereke ka go farologana, a iphaphe mo ditirong tse di ka digang boleng jwa dikereke. A re maloko a kereke a tshwanetse go nna sekao mo setshabeng e bile ba nne tsebe ntlha mo ditirong tse di rotloetsang kagiso le popagano. Mo go tse dingwe, Rre Kgari o gwetlhile banana ba kgaolo go supa kgatlhego tebang le go ka dirisa lefelo la banana la itloso bodutu. Rre Kgari o supile fa e le palonyana e se kafe e e etelang lefelo leo ntswa lefelo leo le lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa, bogolo jang thata tsa tiriso ya maranyane a sesha, banana ba ka batla nngwe tsela ya go ka dirisa lefelo le mo go ka ba sologelang molemo. A re go na le gore banana ba tlhole fela ba gobeya ka mebila, ba ka nna ba phuthagana mo lefelong le ba buisane e bile ba arogane maele a go ka leka go rarabolola dikgwetlho tse bontsi jwa bone ba iphitlhelang ba le mo go tsone. Rre Kgari o bile gape a tlhalosa fa lefelo le la itloso bodutu le na le dibukana ka bontsi tse di tsibosang ka go iphapha mo tirisong ya dinotagi, tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le tse dingwe ka go farologana tse di rotloetsang botsogo jo bo babalesegileng. religion_and_belief 8 Koporase ya metsi e abela sekole sa bana Go tsweng bogologolo Batswana ba tshwere ngwao ya gore matlo go sha mabapi, jalo go gola ka mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato moo go gwetlhile bodiredi jwa koporase ya metsi ya Water Utilities go o tsweledisa ka go direla bangwe ka bone. Se, se supagetse bosheng kwa Kokotsha mo moletlong wa kabo dimpho o koporase ya Water Utilities e neng e abela sekole se se botlana didirisiwa tsa metshameko di akaretsa diswinki ka go farologana, ditafole le ditilo. Mogolwane wa Water Utilities Rre Moses Dikgang o tlhalositse fa ntleng le go nosa setshaba gammogo le go kgopha metsi a a leswe, tiro ya bone e le go atolosa letsogo ka go thusa setshaba se ba direlang mo go sone gore ba fetole matshelo a bone. Rre Dikgang o kaile fa bodiredi jwa Water Utilities bo ne jwa etela kwa Kokotsha mme jwa thulantsha ditlhogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona gore ba ka tsenya letsogo fa kae go thusa morafe wa koo, mme kwa pheletsong ba ne ba dumalana gore bodiredi bo baakanye diswinki tsa sekole sa bananyana sa koo. O supile fa koporase e ne ya ntsha madi mangwe mme le bodiredi jwa koporase le jone bo ne ja kokoanya go tswa mo dipateng tsa bone, jalo ba kgona go abela bana didirisiwa di akaretsa tse di baakanyang diswinki, go reka diswinki tse dingwe gammogo le go baakanya le go penta tse di neng di le teng. A re e le ba koporase ya Water Utilities ba ne ba reka ditafole di le nne le ditilo di le lesome le borataro tse di tlaa dirisiwang ke baithuti ba sekole se se botlana. O tlhalositse fa ba ne ba betla diswinki tse tlhano fa godimo ga tse ba di fitlhetseng ba dirisa maotwana a a sa tlholeng a le mo tirisong le didirisiwa tsa didiba tse di ka se tlholeng di dirisiwa. O tlhalositse fa seo se le botlhokwa ka e le go dirisa gape dilo tse di senyegileng.Rre Dikgang o tlhalositse fa ba tlaa seke ba felele fela fa mme ba tlaa atolosa se ba se dirileng go anama le kgaolo yotlhe ya Kgalagadi. O kaile fa mo nakong e e fetileng ba ne ba aba mpho ya go tshwana le eo kwa motseng wa Vaalhoek mme ba le mo thulaganyong ya go abela dikokelo tsa Tsabong le Hukuntsi mo nakong e e sa fediseng pelo. O ne gape a lebogela tirisanyo mmogo ya morafe wa Kokotsha ka go tshwaraganela tiro le bone, a re se ke tshimolodiso ya botsalano go ya go ileng. Mo godimo ga moo, mogolwane wa Water Utilities o ne a tlhalosetsa morafe wa Kokotsha fa maikaelelo a bone e le go thusa morafe ka tlotlo le manontlhotlho ka nako tsotlhe. Rre Dikgang o ne a tswelela ka go itsise setshaba ka dikomiti tsa metsi tse ba di simolodisitseng bosheng mo metseng yotlhe ya Kgalagadi e e masome mararo le botlhano. A re di tla simolodisiwa semmuso mo bogaufing. O tlhalositse fa maloko a dikomiti tse ele beng ba metse ba tla tladiwa ke modiredi wa Water Utilities. O supile fa tiro ya dikomiti tse e le go lomaganya morafe le koporase ya metsi, a kaya fa morafe o tlaa isa dingongorego le megopolo ya bone kwa dikomiting tse mme dikomiti di rolele Water Utilities megopolo le dingongorego tsa setshaba. A re ka go dira jalo go ka nna le tokafalo mo go ntsheng maduo a a itumedisang gape go ka kgotsafatsa le sone setshaba ka e bile tiro ya bodiredi jwa koporase e le go isa ditirelo tse di kgotsofatsang kwa setshabeng. Fa a leboga mokhanselara wa Kokotsha Rre Willem Titus, o ne a akgola koporase ya Water Utilities a re ke maiteko a mantle a ba a dirileng ka go abela morafe wa kokotsha dimpho. Rre Titus o tsweletse a tlhalosa fa tiro e e dirwang ke ba koporase ya go nosa batho metsi mo sekakeng e se motlhofo mme a re o itumedisiwa ke gore le ntswa ba dira tiro e e bokete jaana, se ga se ba itse go fetola matshelo a setshaba ka go ba abela dimpho. Mokhanselara Titus o tlhalositse gape fa dimpho tse di le botlhokwa, a tlatsa ka go supa fa ditilo le ditafole di tlaa emisa seemo sa go kgobokana ga bana ba pataganela tafole ba le bantsi. Rre Titus o supile fa diswinki di thusa bana go itapolosa tlhaloganyo e bile di rotloetsa bana go tsena sekole ba sale bannye mme ba gole ka mowa oo wa go se rata. A re se, se ka thusa go emisa mathata a go tshaba sekole ga bana a a lebaganeng ba lephata la thuto kwa kgaolong ya Kgalagadi. Rre Titus o gateletse gore thotloetso ya go tsena le go rata sekole e e tlaa tlisiwang ke mpho e, e tla thusa mo katlegong ya nngwe ya matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016 ya go nna setshaba se se rutegileng. Letsatsi le ne la natefisiwa ka metshameko ya kgwele ya dinao le diatla, ditlhopa tsa Water Utilities di ne di nkgisana magwafa le ditlhopha tsa Kokotsha. Bokhutlo society 9 Maiteko a puso a a bonala Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Khekhenye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Batsile Kgonkane a re maiteko a puso a go inola banni ba metse e e kgakala le ditlamelo mo lehumeng le go tlhabolola matshelo a bone a a bonala ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo go goroga ka thelelo. Rre Kgonkane o buile se mo potsolotsong bosheng, a supa fa puso e dule ka mananeo a le mmalwa ka maikaelelo a go leka go inola Batswana mo lehumeng mme fela go supagala fa tema e dule kwa Khekhenye. A re mo dinakong tse di fetileng, banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ne ba tshelela mo seemong se se ngomolang pelo mme seo se tokafetse. Rre Kgonkane a re lenaneo le le sa tswang go simologa monongwaga la tirelo setshaba le botlhokwa fela thata ka jaana le tlhamela banana diphatlha tsa mebereko e bile ba tsweletse ka go anya botsipa mo badireding ba maphata a puso a a farologaneng. O lebogotse lenaneo la temo thuo la ISPAAD ka jaana le thusitse Batswana ka kakaretso ka bontsi bo itemela go itirela dijo. A re lenaneo le, le molemo fela thata mme sebe sa phiri ke go diega ga dituelo tsa madi a bo raditerekere. A re seemo se se ngomola pelo fela thata ka jaana se kgobisa boraditerekere marapo mme a ikuela mo go ba ba maleba go se tsibogela. Rre Kgonkane o lebogile go menagane ba ofisi ya Omang le kwadiso matsalo le dintsho tswa Letlhakeng ka go tsamaya mo kgaolong ba kwadisetsa batho Omang le go rutuntsha setshaba ka ditlamelo tsa ofisi ya bone. O supile fa mo nakong e e fetileng bangwe banni ba motse wa Khekhenye ba ne ba sa akole mananeo a puso ka ba ne ba sena dikarata tsa Omang mme fela seo jaanong ele kgang ya maloba. A re kgang e e santseng e tshwenya ke go tlhoka go kwadisa dintsho ka jalo o gwetlhile banni ba motse oo go dira jalo ka go le botlhokwa. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kgonkane o kaile gape fa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le go tlhoka motlakase kwa kokelwaneng ya motse e santse e le kgwetlho ka jaana badiri ba berekela mo diemong tse di thata jalo a ikuela mo pusong go tsibogela seemo seo. Bokhutlo society 9 Borre ba rotloediwa go dira loaro Mothusa tona wa lephata la botsogo, Dr Alfred Madigele, o rotloeditse borre go dira loaro la borre lo lo babalesegileng. O tlhalositse fa go dira loaro go tswa goo lowe, ka jaana bangwe ba ne ba dira loaro ka mabaka a sedumedi fa bangwe e le ka mabaka a botsogo. Fa a bua kwa letsholong la loaro le le babalesegileng kwa Kanye bosheng, Dr Madigele o tlhalositse fa go dira loaro go fokotsa diphatsa tsa go tsenwa ke mogare wa HIV. A re borre bangwe ba tshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV mme a gatelela botlhokwa jwa go itlhatlhoba. A re go dira loaro lo lo babalesegileng go simolotse mono Botswana ka 2009 tshekatsheko e sena go dirwa ke mafatshe a Borwa jwa kgaolo ya Sahara A re ditlhotlhomiso di supile fa go dira loaro e le lenaneo le leng botlhokwa le le ka fokotsang kanamo ya mogare ka 60 per cent. Dr Madigele a re ngwaga le ngwaga batho ba tsenwa ke mogare ba le 10 000, mme a re o nale tumelo ya gore tiriso ya mananeo a tshwana le la thibelo kanamo ya mogare gotswa mo go mmangwana go ya kwa ngwaneng, go dira loaro, go dirisa sekausu le a mangwe a ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare. Dr Madigele are ba eletsa gore e re ka ngwaga wa 2020 dipalo tsa batho baba tsenwang ke mogare di bo di fokotsegile ka 4 000 ngwaga le ngwaga. O tlhalositse fa letsholo le le rotloeditswe ke lefatse la United States of America, mme a lebogela kemonokeng eo. Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa lephata la botsogo mo kgaolong ya Borwa Mme Josephine Mosimanewakgosi o ikuetse gore borre bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go dira loaro mo Kanye. Mme Mosimanewakgosi are loaro le sale le simolotse ka ngwaga wa 2009 mme dipalo tsa borre ga di nametse. Are ka ngwaga wa 2011 go dirile borre ba le 361, 2012 ba le 1717, 2013 ba le 1606, 2014 ba le 801 fa monogwaga go setse go dirile ba le 274 fela. O buile fa monogwaga dipalo tsa bone di fokotsegile fela thata ka gore dikompone tse ba neng ba dirisanya natso jaaka ACHAP jaanong ba sa tlhole ba le mmogo. Mme are ba nale dikgwetlho tse ba kopanang natso mo letsholong le. Are borre ka bontsi ga ba na kgatlhego ya go dira loaro gape ba boutsana go tsamaya ba ruta setshaba ka botlhokwa jwa go dira loaro le le babalesegileng. Are borre bangwe bare ba tshaba botlhoko jo ba bo utlwalelang gape ba boifa go tshologa ga madi. O buile gape fa borre ba tshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV mme se se dire gore ba seka ba dira loaro ka gore pele ga motho a le dira o tshwanetse go bo a itlhatlhobetse mogare pele. Mo go tse dingwe Mme Mosimanewakgosi o buile fa dipalo di supa fa bomme ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome mane le borefabongwe ba tshabelelwa ke go tsenwa ke mogare ka dipalo tse di kwa godimo. Are ka ngwaga wa 2014, go itlhatlhobile bomme ba le 8 262 mme mo go bone ba ba neng ba tshwerwe ka mogare ba le 521 fa borre bone go itlhatlhobile ba le 4 860 mme ba ba tshwerweng ka mogare ba 307. O kgothaditse borre go ititaya ka thupana go emela botsogo jwa bone ka dinao, a tlhalosa fa botsogo jo bo siameng e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe. Erile a amogela baeng, Kgosi Kebapetse Telekelo o tlhalositse fa go dira loaro e le lengwe la marumo a motia a a ka tlhabanang mo ntweng ya go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV. Mme are go a tshwenya gore borre ba santse ba le boutsana go tsaya tshwetso ya go dira loaro. Rre Telekelo gape o kgothaditse bomme le bone go kaela bana ba bone le borre ba bone go dira loaro. Gape o kopile baruti le bone go thusa puso ya lefatshe la Botswana go lwantsa bolwetsi jwa HIV/AIDS. Are ba rotloetse diphuthego tsa bone go dira loaro le le babalesegileng. Kgosi are go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe. Yare a a fa bopaki Rre Thabo Raabele wa Kanye a tlhalosa fa go dira loaro go le motlhofo fa motho a itse botlhokwa jwa lone. Are go botlhokwa gore batho ba kgothadiwe ke maduo a mantle go le dira. health 6 Setopo se fitlhetswe se senyegile Setopo sa rre wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe se fitlhetswe se senyegile morago ga gore ba masika ba begele mapodisi kwa Maun fa rre yoo a sa bonwe. Se se rurifaditswe ke mothusa mookamela mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Chenamo Orateng mo potsolotsong le BOPA. Assistant Superintendent Orateng a re e ne ya re go amogela pego gore rre yoo ga a bonwe, ba fitlhela mmele wa gagwe o akgega mo setlhareng kwa morakeng wa Maphane gaufi le Maun. “Ba masika ba re boleletse fa ba bone moswi la bofelo Phukwi a tlhola lesome le bosupa mme ra tswa letsholo go ya go mmatla ra mmona kgwedi eo e tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa,” Assistant Superintendent Orateng a tlhalosa. A re mmele wa ga rre yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Botshabelo kwa Maun, o ne wa bonwa ke mofeti le tsela mme a begela mapodisi. O tlhalositse fa ba ne ba tabogela kwa lefelong leo mme ba fitlhela mmele wa gagwe o senyegile. A re ba ne ba bitsa masika ba ba neng ba rurifatsa fa e le ene yo ba ntseng ba mmatla. Assistant Superintendent Orateng a re ba ne ba mo fitlhela gone fa lefelong la tiragalo morago ga gore a tlhatlhojwe ke ba bongaka mme ba supa fa dikarolo tsotlhe tsa mmele di le mmogo. Rre Orateng o ganeditse magatwe a a tletseng mo mebileng a gore rre yoo o fitlhetswe dikarolo dingwe tsa gagwe di bapetswe. O ne a gakolola batho gore se seka sa itseela botshelo ka gore seo ga se rarabolole sepe. A re fa batho ba na le mathata ba itekodise masika, mapodisi le ba boipelego go ba thusa go a rarabolola. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mogodi o itshetsa ka dikgole E re le ntswa diphetogo di tsweletse ka go nyeletsa ditiro dingwe tse di rotloetsang ngwao ya Setswana, bangwe bone ba ititeile dihuba gore ba tlaa dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao. Letlhogo tshweu lengwe le le tlholegang kwa Kang mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Keakabetse Mogaga yo o dingwaga tse di masome a marataro le boraro o dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao ka go suga matlalo a dira dikgole. Ntle le gore o leka go tshegetsa ngwao ka gone go suga matlalo a dira dikgole, o boa gape a di rekisa go dira motswedi wa itshetso. Morago ga go tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2013, o ne a bona go tshwanela gore a itshwarele ka diatla tsa gagwe. O tlhalositse fa a amule botsipa mo go rraagwe ka le ene e ne e le tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. A re o ne a ithuta go loga dime,ditoropo le go dira ditilo tsa dikgole rraagwe a sa le botshelong. Rre Mogaga a re le fa go ntse jalo o batla go tlogela a segile tema ya gagwe. A re o batla go godisetsa bana ba gagwe mo ngwaong ya Setswana. A re e sale ka a sekegetse tsebe mafoko a ga tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana Rre Ketumile Masire a a reng metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati,mme rragwe ene a mo tlogetse ka a a reng dilo di utlwelwa marakaneng go tewa gotwe se re o rata selo wa nna o re ke tlaa se dire nako e e tlang. A re erile a le monnye o ne a raya raagwe a re e tlaa re fa a gola o tsile go tshwana le ene mme rragwe a mo rotloetsa go simololela ruri a sa le monnye ka gotwe ntsanyana ya maiteela sebatana e bonwa mabotobotong. A re ga a kitla a itlhoboga ka se a se dira ka lorato e bile a se direla go ruta a se mo kgwebong. arts_culture_entertainment_and_media 0 Badirelapuso kwa Good Hope ba lela ka bonno Badirelapuso kwa kgaolong potlana ya Good Hope ba tlhalositse fa go tlhoka boroko go ba kgoba marapo mo tirong. Ba ne ba bua mo phuthegong ya badirelapuso ee neng e buisiwa ke mookamedi wa lephata la tsa khiro ya badirelapuso Mme Goitseone Mosalakatane bosheng. Mogolwane mo ofising ya thuto, Mme Ruth Matlhape, o tlhalositse fa seemo sa go tlhoka boroko se ngomola pelo. O tlhalositse fa badirelapuso bangwe ba tsoga kgakala. O kaile fa se se dira gore maduo mo tirong a wele kwa tlase. O supile gore matlo aa leng teng a setse a onetse, mme a tlhoka go baakanngwa. Mo go tse dingwe, Mme Matlhape o tlhalositse fa go nna lebaka mo kgaolong le gone go sa ba jese diwelang. O kaile fa thulaganyo ya gore banyalani banne mmogo e siame mme o kare ga e tsibogelwe sentle kwamaphateng ka go farologana. A re se sengwe se se ngomolang pelo mo kgaolong ke gore maphata a bo a santse a sokola ka di ofisi mme a kopa puso gore e ba agele diofisi ka maphata a oketsegile. O kopile puso go tsibogela seemo sa ditlamelo tse di se yong mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo. O kaile fa bothata e le gore o fitlhela ditlamelo tsotlhe di felela ko ditoropong le ntswa tiro e ntsi e bonwa kwa dikgaolong. Mme Matlhape o tlhalositse fa seemo sa letlhoko la dikoloi le sone se se ngomola pelo mme a kopa bogogi gore le fa ba aba dikoloi ba lebelele le gore kgaolo e tlhoka koloi e ntseng jang. E rile a ntsha la gagwe, Mme Mosalakatane a bolela fa ba itse dingongorego tse, mme ba tshwere ka natla gore go bonwe gore seemo se se ka tokafala jang. O tlhalositse gore go maleba gore fa badirelapuso ba ntsha dingongora, go nne le megopolo gore ba ka thusiwa jang. O kaile fa dikgang go tshwana le tsa go nnela ruri mo kgaolong lebaka le leleele di sa siama ka di dia tiro mme a tlhalosa fa lekoko kwa lephateng la gagwe le tshwere ka natla go bona gore go ka dirwa jang gore seemo se se fetolwe gore bodirelapuso bo gole le gone gore badirelapuso ba tle ba bereke ka natla. society 9 Batswana ba kopiwa go nna podi matseba Moanamisa mafoko wa lekalana la Competition and Consumer Authority, Rre Gideon Nkala, o kopile Batswana go ela tlhoko dikgwebo tsa tsietso tse di atileng mo malatsing a. Rre Nkala o tlhalositse mo potsolotsong gore lekalana leo le lemogile tlhagogo ya methale ya go dira madi e se ka fa molaong. A re molao o sireletsa ditshwanelo tsa moji moreki, mme ope fela yo o ka fitlhelwang mo mekgatlhong ya go dira madi ka mokgwa wa pyramid, kana a oka batho go tsena mekgatlho ya mofuta oo, o ka atlholwa P100 000. Rre Nkala o tlhalositse fa kgwebo ya mofuta oo, e sa kwadisiwe mo molaong mme ebile e sa letlelelwe. O tlhalositse gore mo mekgatlhong ya mofuta o, ga gona sepe se se rekisiwang, ka jalo motho o tshwanetse go ipotsa gore madi a go bolelwang a oketsega, a tswa kae ebile a tla jang gore a bo a oketsegile. A re mofuta o wa tsietso o ikaegile ka go gweba ka madi le go okela batho ba bangwe go tsenya madi a bone, a re pheleletsong batho ba tswa ba iphotlhere fela. Rre Nkala o tlhalositse fa kgwebo ya dipyramid scheme e sena pele le morago, gape go sena kwa motho a ka balang teng ka yone go ka tlhaloganya sentle. A re e bolelwa le go tlhalosiwa ka molomo, e sena tirisano le dikhamphane dipe tsa boammaruri. Rre Nkala o tlhalositse fa go gweba ka madi ga mofuta oo go sa letlelelwe gotlhelele, mme a re Batswana ba nne podi matseba. A re go gweba ka madi mo, go felela ka selelo le khuranyo ya meno ka go ama malwapa, masika, ditsala le itsholelo ka kakaretso ka bangwe ba tsaya matsana a bone a bofelo mme ba tswe ba iphothere. economy_business_and_finance 3 Twantsho tlhako le molomo e tlhoka popagano Balemi barui ba kgothaditswe go thusana le puso go leka go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo. Kgothatso e e dirilwe ke mokwaledi mogolo wa lekgotla la barui la kgaolo ya bokone bophirima, Rre Simon Bojosi kwa Sepopa bosheng. Rre Bojosi o boletse fa a tshwenyegile ka seemo mo kgaolong ya Ngami mme a re bothata ke gore barui ga ba dirisanye thata le puso. O boleletse barui gore go tlhomilwe letlole la Ngami la twantso tlhako le molomo le setshaba se tlaa kgothadiwang go tsenya letsogo ka go le ntshetsa sengwe.A re puisano e e lolameng ya barui le buso ke yone e e botlhokwa thata. O ngongoregile ka seemo sa gorefa go tla mo kgannyeng ya twantsho tlhako le molomo, khansele, makgotla a balemi mo kgaolong le badirela puso baikemela ka bo nosi, a supa fa se se ka seke se rarabolole bothata jwa bolwetse jo. Rre Bojosi o boleletse barui ba dikgomo gore baitsaanape ba mehama e e farologanyeng jaaka ba tikologo, ba tiriso lefatshe le ba melelwane ba ba ntseng ba sekaseka seemo le mathata mo kgaolong eo mme e tlaa re ka kgwedi ya Mopitlo e fela ba ntshe pego e e supang tsotlhe tse ba di lemogileng mo kgaolong ya Okavango le Ngamiland. O tlhalositse gore pego e e tlaa dirisiwa ke puso go seka seka seemo mo kgaolong e. Mongwe wa barui, Rre Othusitse Nkape le ba bangwe ba ne ba akgela, mme ene a akgola Rre Bojosi a re mogopolo o a tlang ka one o botlhokwa mme go mo maruding a morafe go o tsaya mme ba o tsenye mo tirisong. O gakolotse gore se se botlhokwa ke go kgaoganya diphologolo le leruo,mme a re ba tshwanetse go thusa goromente go aga diterata ka kgaolo ya bone e le yone e e amilweng ke leuba thata. Bokhutlo health 6 Go itlhatlhobela mogare mmogo go botlhokwa Baratani ba gwetlhilwe go itlhatlhobela mogare wa HIV ba le mmogo gore ba tle ba kgone go itse seemo sa bone, ka se ka thusa thata gore ba kgone go emana nokeng le gone go tsena lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare. Mafoko a, a builwe ke modiri mo lephateng la botsogo mo kokelong ya Tsabong, Rre Tebogo Senosi mo moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o diretswe baratani. Rre Senosi o tlhalositse fa dipalo tsa malwetse a tlhakanelo dikobo mo kgaolong ya Kgalagadi di le kwa godimo fela thata, ka ba gatisitse dikgang di le 1803 mo ngwageng wa 2012 / 2013. O kopile mongwe le mongwe go tsaya kgato ya go itlhatlhobela malwetse ao ka a na le seabe mo kanamisong ya mogare wa HIV/ AIDS fa a sa alafesege. O supile fa dipalo tsa go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi di oketsega ngwaga le ngwaga, a kaya fa se ele sesupo sa gore ga go dirisiwe sekausu, ka jalo go na le kgonagalo ya gore ba ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo le mogare wa HIV / AIDS. O kopile ba tsena moletlo oo go tlogela mokgwa wa go nna le bakapelo ba bantsi, a kaya fa e le tsela nngwe ya go jwala mogare sesha. O rotloeditse mongwe le mongwe go nna le boikarabelo le boikgapho gore ere ka ngwaga wa 2016 go bo go sena dikgetse dipe tse di sha tsa batho b aba tsenwang ke mogare. Mme Lebogang Itumeleng morulaganyi wa moletlo o kaile fa moono mogolo wa letsatsi leo e le go gwetlha baratani le setshaba ka kakaretso go nna le seabe mo go reng ka ngwaga wa 2016 go bo go sena dikgetse dipe tse di sha tsa mogare. O kopile botlhe ba ba setseng ba itse seemo sa bone sa mogare go nna le boitshwaro jo bo eletsegang ka go tlhoka go anamisa mogare mo go ba bangwe. A re bangwe fa ba na le mogare ba na le go tlhoka maikarabelo ka go o jwala mo go ba bangwe, a kaya fa go dira jalo go sa siama. O ba kopile go dirisa sekausu nako tsotlhe ka nako ya tlhakanelo dikobo. Mme Itumeleng o kaile fa keletso ya bone e le go tshwarwa moletlo oo ngwaga le ngwaga, e le nngwe tsela ya go tsosolosa lorato le go fetisa melaetsa ka mogare wa HIV / AIDS le malwetse a tlhakanelo dikobo mo barataning. Moruti Elina Chifana wa kereke ya Naoith Bible Church o kgothaditse baratani go tia mo leratong ka go ikanya thata mo Modimong ka nako tsotlhe. A re lorato la nnete ga le boikgogomoso, ga le pelotshetlha mme le boitshoko ebile le bopelotelele. Moruti Chifana oba rotloeditse go nna ba itsetsepetse le go emana nokeng ka nako tsotlhe mo diemong dingwe le dingwe tsa botshelo ka e le lone lorato lwa boammaaruri. BOKHUTLO health 6 Badirela puso ba botlhokwa Bodirelapuso jwa Radisele, Mogome le Mokgware mo kgaolong ya Serowe Borwa bo kopilwe go thusa le go kgothatsa banana go tsaya mananeo a puso go itlhabolola, gona le go nna fela mo malwapeng, le gone gore ba ba tseneng mo temo-thuong ba batlelwe mafelo a a gaufi le matamo. Mafoko ao a builwe mo phuthegong e e faphegileng ya bodiredi ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa. O tlhalositse fa a tsile go buisana le bodiredi got swa ka maano a ba ka tlhabololang kgaolo ka one, le go buela ko bothokong gore ba kgone go ntsha maikutlo a bone. Mopalamente, yo e bileng e le tona wa tsa mafatshe a sele Mme Pelonomi Venson-Moitoi o boletse fa a lemoga sentle gore ka dinako tse dingwe bodiredi ga bo kgone go phuthologa segolo jang ka dinako tsa diphuthego tsa dikgotla, mme ba lebega ba na le mathata a a thokang go rarabololwa. O ile a tswelela a re bodiredi ka dinako tsa diphuthego bo ne ke ba ba arabang dipotso fela tse dingwe tsa tsone ba sa di kgoneng ka maphata a bone e le one ka nako e nngwe a ba paledisang tiro, jaaka dikgang tsa tlhaelo ya bodiredi, letlhoko la dikoloi, botsogo ja mmereki kwa madirelong . O ne a re kgaolo e ka tlhabololwa ke bone e le badirelapuso ba dira le ene ba le seopo sengwe, mme a ba solofetsa fa a tlaa tsaya boikarabelo jwa go bona gore lephata le thusa fa le kgonang teng gore ba kgone go ntsha maduo. Erile ba mo kgwa dikgaba, batho ba supa fa bone ba dira sentle, mme ba supa boitumelo jo bogolo mo tshimolodisong ya dithuto tsa bananyana ba ba yang go simolola sekole mo ngwageng o o fa pele ba re ba solofela maduo a mantle fela thata. Mogokgo wa sekole sa Mogome, Mme Mmadikeledi Ramokununu o ne a bolela gore, ka ngwaga wa bobedi ba tlaa bo ba alosa bana bao go ya kwa mophatong wa lekwalo lantlha. O ne gape a supa fa ba tsentse letsogo mo go rotloetseng banana go inaakanya le lenaneo la BOCODOL la dithuto tsa tlhaeletsanyo go ikoketsa dithuto le a neng a re le kwa Radisele fela mme ga ba ipone tsapa go ya teng. O ne a re fa ba ka nna le motlakase gongwe le ka atolosetswa kwa metseng ya bone gore banana ba le akole. Ba Mokgware ba ne ba re le bone ba itumelela tirisano ya bone le batsadi, mme ba supa fa ba ise ba simolodise lenaneo la thuto ya bananyana. Mopalamente o ne gape a lekodisa ka go abiwa ga pampiri ya dikgang mo metseng eo e e dirwang ke ofisi ya Palapye gore ba e tsaya go tswa kwa Radisele, le gone gore mo kgaolong ya bobega dikgang ya Legare e kgonne go tsaya banana ba le 49, ba e leng badiri ba nakwana, mo go tseyeng dinepe le dikgang, e le go diragatsa lenaneo la ga Tautona la gore ba kgone go itshetsa. O ne gape a tlhalosediwa fa go na le wa Tirelo Setshaba a le mongwe le yo mongwe gape go dira palo eo go nna 51, le fa bangwe ba sa kgona go iponatsa ka nako e ba neng ba bilediwa go tla go baya monwana tumelano ya go direla lephata. Tona o ne gape a lekodisiwa ka maiteko a lephata a go neela Batswana ditiro tsa go anamisa koranta ya Tekodiso ka mananeo a banana, e ne ya lebega e sa tswelele sentle mo kgaolong ka banana ba sa bonale go tsaya mananeo, le fa go na le ba ba apayang borotho ba le bararo kwa Mogome le Mokgware, bangwe e le ba ba neng ba rutuntshiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mathata e le tiego ya didirisiwa go simolola ditiro tse ba di rutetsweng. Mogolwane wa balemisi go tswa mo Palapye Rre Alexander Letebele ene o ne a re monongwaga ba ya go aba dipeo pele ga dipula di na gore balemi b anne malalaalaotswe, gore fela fa dipula tsa ntlha di na ba bo ba tlhoma megoma, le gone gore di ya go isiwa gaufi le bone kwa masimo. O ne a supa fa gape b atsweletse ka go rutuntsha beng ba diterekere le bakgweetsi ba tsone, le ka fa dipolantara di dirisiwang ka teng. Rre Letebele o ne a ikuela mo go mopalamente ka tlhaelo ya dikoloi a re go ba kgoreletsa go etela balemi kgapetsa kgapetsa. Mme Sekani Chikunyane mo boemong ja ba botsogo o ne a re dipilisi ga di lekane, bogolo jang tsa madi a matona, mme a supa fa tse di nnang di le teng ka dinako tsotlhe e le tsa sukiri. society 9 Monna o thubeditse ngwana Mapodisi a Mochudi a tshegeditse monna mongwe, yo dingwaga tsa gagwe di sa rurifadiwang, ka molato wa go thubetsa ngwana wa gagwe yo o dingwaga di tlhano. Go ya ka mookamela mapodisi a Mochudi, Supt Olebile Sitale, monna yoo, o itshupile fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome mabedi le boraro. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Sitale, a re monna wa dingwaga tse masome mane o shwetse mo ntlong kwa masimong a Matlatlagwe mo kgaolong ya Kgatleng kgwedi eno e le masome mabedi. A re monna yo ke wa kgotla ya Mabodisa kwa Mochudi. A re monna yoo, o fitlhetswe ke ba lesika. Supt Sitale a re bangwe ba lesika ba ne ba simolola go tlhobaela fa ba lemoga gore moswi ga a tlhole a bua le bone jaaka pele ka melaetsa ya mogala wa letheka, ka jalo ba ne ba ya go mo tlhola. A re setopo se kwa setsidifatsing kwa kokelong ya Princess Marina mo Gaborone go tlhatlhobiwa ke dingaka. Supt Sitale o tlhalositse gape fa ba tshegeditse mosimane mongwe yo dingwaga tsa gagwe di sa rurifadiwang, mabapi le go tshuba ntlo ya mme mongwe kwa Artesia kgwedi eno e le masome mabedi. Rre Sitale o boletse fa ka lesego, mme yoo a ne a falola kwa ntle ga dikgobalo dipe. Ditlhotlhomiso tsa sepodisi di supa fa mosimane yoo, a ne a ratana le ngwana wa mosadi yo a mo tshubetseng ntlo. Mmelaelwa o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla go arabela melato ya gagwe. Mogolwane wa mapodise o kaile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse masome mararo le botlhano a neng a thulwa ke koloi ka Labotlhano (Sedimonthole 19) bosigo go bapa le marekisetso a magolo mo Mochudi (Mall). A re monna yoo, o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial mme ka go tlhoka lesego, a tlhokafala letsatsi le le latelang. Rre Sitale o ne a tlhalosa fa ba tshegeditse mokgweetsi wa koloi e e neng ya thula moswi. O ne gape a supa fa mokgweetsi wa koloi eo, a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla go ya go arabela molato. Supt Sitale o kaile fa ba ipapaanne sentle mo malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha, a tlhalosa fa ba okeditse palo ya mapodise go bona gore setshaba se sireletsegile bako tsotlhe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go tsamaya ga bana ka dinao go a tshwenya Go sasankega ga diphologolo mo kgaolong ya Nhabe go kailwe go le borai mo matshelong a bana ba dikole. Seo se builwe ke mokhanselara wa pele wa kgotla ya Disaneng mo Maun, Rre Baphothulodi Kgari morago ga mogwanto wa dikhilomithara di le masome a mararo le borataro o maikaelelo a one e neng e le go kgobokanya madi a a ka rekelang baithuti ba metsana ya Shokomoka, Mochaba, le Sakapane koloi ka jaana ba tsamaya sekgala go ya sekoleng kwa Shorobe. Baithuti bao, ba ba masome matlhano le borataro, ba tsamaya sekgala sa dikhilomithara di feta masome a mabedi ka letsatsi. A re sekgala seo se baya matshelo a bana mo diphatseng ka jaana ba ralala diphologolo tse di borai jaaka ditlou, ditau le dinare. Rre Kgari a re sekgala seo mo baneng ba babotlana se seleele e bile ba goroga kwa sekoleng ba lapile mme seo se kgona go ama dithuto tsa bone. A re seemo seo, se ne sa mo tshwenya mme a kopana le ba bogosi kwa Shorobe a ba itsese ka kgang eo ka a lemoga fa thuto e le yone e ka betlelang baithuti bao bokamoso jo bo eletsegang. O gwetlhile batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone. A re go a swabisa gore ba bo ba ne ba seyo mo mogwantong le ntswa o diretswe go thusa bana. O lebogetse barutabana ba ba neng ba tshologile tiro eo mokgosi. Rre Kgari a re o ne a solofetse gore batsadi ba bana ba ba amegang ba tlaa atla mogopolo wa gagwe, a tlhalosa fa thuto e le peeletso mo baneng mme e tlhoka go nosediwa gore bana bao ba tshele botoka mo isagong. A re go tlhoka go tsena sekole ke selo se se botlhoko thata, e bile go ka horokisa motho menyetla e mentsi mo botshelong. Rre Kgari o ne a gwetlha batsadi go nna le seabe mo go rekweng ga koloi e e ka thusang bana. Fa a ntsha la gagwe, Rre Onneile Thamuku go tswa kwa komponeng ya Thams Services o ne a atla mogopolo wa ga Rre Kgari a re o montle e bile o ka boloka matshelo a bana. A re mogopolo oo, o tshwanelwa ke go engwa nokeng ke batho ka bontsi ka jaana o leka go tlamela matshelo a bana. A re botshelo jwa gompieno bo tlhoka gore motho mongwe le mongwe a itse gore o tshela le ba bangwe, ka jalo go botlhokwa go thusa fa go nang le letlhoko teng. O ne a akgola Rre Kgari a re o dira tiro e ntle thata go sireletsa bana mo diphologolong tse di borai. Rre Thamaku o ne a kgothatsa baithuti gore e re le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho, ba tseye thuto ya bone ka tlhoafalo. Kgosi Molatedi Dingalo wa Shorobe o ne a lebogela tiro eo mme a supa fa morafe o tsile ka boutsana ka ntlha ya ditiro tsa selegae. education 4 Boipelego bo tokafatsa matshelo Kgosi Wilson Mothowetsho wa Senete mo kgaolong-potlana ya Tutume a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mowa wa boipelego o ba itsegeng ka one. O buile jalo mo potsolotsong bosheng, a re fa Batswana ba ka tsosolosa mowa wa boipelego, se se ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba tshelelang mo lehumeng gape se ka fokotsa go ikaega thata ka puso. Kgosi a re le ntswa puso e lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya itsholelo, e leka ka bojotlhe gore mananeo a maikaelelo e leng go tokafatsa matshelo a Batswana one a tsweledisiwe. A re mananeo a, a akaretsa a nyeletso lehuma, LIMID, ISPAAD le a mangwe ka go farologana mme e le maiteko a puso go rotloetsa Batswana gore ba a dirise go ipelega go fokotsa lehuma. O boletse gore a supa fa Batswana ka bontsi ba tshelela mo lehumeng, mme bangwe ba nna boitseme fa bangwe bone ba itlhoboga fa mananeo a ba a tsereng a lebanwa ke dikgwetlho. Go sa le foo Kgosi Mothowetsho a re maikaelelo a puso ke go bona gore batho ba fiwa ditirelo le dithuso tsa boleng jo bo kgatlhisang gape di le maleba. A re ditirelo tsa go nna jalo di ka dira gore setshaba se nne le tshepho mo bodireding jwa maphata ka go farologana. Kgosi a re ditirelo tsa boleng jo bo amogelesegang bo ka diragala fela fa ba-na-le seabe ka go farologana ba ka dira mmogo ba na le maikaelelo le tebelopele. A re tshwaragano, neelano le morero ke tsone konokono e e ka tlhomamisang gore setshaba se bona ditirelo le dithuso tse di maleba. O tlhalositse fa go tlhoka go thusa setshaba ka botho le dinako tse di solofetsweng go ka diga seriti sa maphata. Kgosi o bile a kgala badirelapuso ba ba gogang dinao fa ba tshwanelwa ke go thusa setshaba, a tlatsa ka gore mokgwa oo ke one o o tsalang maduo a a sa itumediseng. O bile a gakolola setshaba gore fa ba na le dingongorego ba tshwanetse go sala tsela e e maleba morago gore dingongorego tsa bone di arabiwe. A re ba tshwanetse go itse fa ba na le tshwanelo ya go fiwa dithuso tse di siameng le go thusiwa ka nako. BOKHUTLO politics 7 Baithuti ba Moralane ba a lebogwa Sekole se sebotlana sa Moralane se itlhomile kwa pele ngogola mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa. Mo nakong eno bogogi jwa sekole bo kgaogelwa ke mpeetshane go baakanyetsa moletlo wa go leboga baithuti ba ba dirileng se se sa tlwaelesegang ka go tsholetsa serodumo sa sekole le motse ba tsapoga go tswa kwa go 54.8 ka 2017 ba pasa ka 91.7 per cent ngogola. Bogogi jwa sekole bo dumela fa seabe sa batsadi ba tshwaragane le bodiredi jwa sekole e le sone se tiisitseng baithuti moko. Phenyo e, e ne ya gwetlha BOPA go tlhotlhomisa sephiri se se ba kgontshitseng phenyo e. Mogokgo Obongwefela Gasiitsiwe o gateletse botlhokwa jwa seabe sa batsadi mo thutong ya bana. A re batsadi ba dira ka natla go thusa mo thutong ya bana. Le fa pele ba ne ba goga dinao go lebega seemo seo e le sa maloba ka ba ititeile sehuba go ema bana nokeng. O supile fa mo malobeng maduo a sekole a ne a sa jese diwelang.Go nna kgakala le ditlamelo ga mmogo le letlhoko la motlakase ga se dilo tse di kgobang barutabana marapo go diragatsa maitlamo a bone. Mme Gasiitsiwe a re Setswana se se reng, ntsanyana ya maitaa sebata e bonwa mabotobotong se raya dialogane tsa ngogola ka ba sale ba itshupa go fatlhogeng ga bone gore ba tlaa inosa a mogojwana. Sengwe se mogokgo a dumelang se ile sa ba tiisa moko ke gore ba ne ba tsenngwa dithuto tsa maitseboa gore ba kgone go sirolola sepe se baithuti ba ka tswang ba ne ba ise ba se lemoge. “Ba ne ba tsena maitseboa go simolola ka nako ya borataro go tsena ka ya borobabobedi. Batsadi ba ne ba ba eme nokeng ka go ba tsaya fa ba tswa mo dithutong tsa maitseboa,” Mme Gasiitsiwe a tlhalosa. “Tirisano mmogo le go nna le lorato mo tirong ya rona go dirile gore re kgone go ipona re le kwa mankalenkaleng, re tsere maemo a ntlha,” ga tlhalosa Mme Gasiitsiwe. A re barutabana ba ba neng ba sa rute lokwalo lwa bosupa le bone ba ne ba dira se ba ka se kgonang go thusa. O supile gape gore boeteledipele jwa motse jaaka kgosi, mapodisi le boipelego le bone ba dirile go utlwala go thusa go aga bana. “Re na le botsalano jo bo nonofileng le baithuti. Baithuti ba rona ba itse gore dipati tsa malwapa a rona di butswe ka nako tsotlhe fa ba tlhoka thuso,” Mme Gasiitsiwe a supa. Moralane le fa a sena motlakase, Mme Gasiitsiwe a re matlo a barutabana a dirisa marang a letsatsi go tshuba mme baithuti ba gololesegile go etela barutabana mo maitseboeng gore ba kgone go dira tiro ya sekole. Jaaka moeteledipele wa sekole, Mme Gasiitsiwe a re o dira ka natla go tiisa barutabana moko le go akgola ba ba dirang ka natla. A re le fa ba faraferwe ke dikgwetlho, barutabana ba dirisa dithoto tsa bone jaaka dikoloi le madi go dira tiro ya sekole ka ba dumela mo go direng tiro ya bone ka natla.” Le fa ba le mo lefelong le le tlhaelelwang ke ditlamelo e bile go se motlhofo go bona bagwebi ba ba ka thusang, Mme Gasiitsiwe a re Basamarea ba ba molemo ba tsweletse ka go goroga ba tswa khutlong tsotlhe tsa lefatshe go tla go ba imolola mokgweleo wa go tlhaelelwa ke ditlamelo. Mothusa mogokgo, Rre Kobani Koketso o gateletse botlhokwa jwa seabe sa morafe mo thutong ya bana a re bangwe ba bone ba kgona go ithaopa ba kokoanyetsa sekole madi. A re mongwe wa barui o ntshitse leruo le le tlaa abelwang baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa temothuo e le tsela ya go ba rotloetsa go inaakanya le temo thuo. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Osupile Mothabankwe ene a re o ituemeletse maduo a a supang se se kgontshitsweng ke tshwaragana ya morafe le barutabana fa mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding kwa Mahalapye, Rre Joshua Gareanna a re tomagano ya ofisi le sekole e dirile gore maduo a kgatlhise A re ba ne ba tlhatlhoba sekole kgapetsakgapetsa go loga maano gore se atlege. A re maduo a sekole sa Moralane ke sekao mo go tse dingwe tse di kgakala le ditlamelo gore le tsone di ka itsolopanya di itse fa di ka kgona go dira sentle. BOKHUTLO education 4 Komiti ya banana e aba ntlo Mokwaledi mogolo wa kereke ya Apostolic Faith Mission in Botswana, Moruti David Seithamo o akgotse lekgotla la banana ba kereke eo go bo ba setse morago motlhala wa sekeresete wa go thusa ba ba tlhokileng lesego. E rile fa banana bao ba abela lelwapa la ga Ra Sebotso ntlo bosheng, Moruti Seithamo a tlhalosa gore kereke e tshwanelwa ke go tsenya letsogo mo tirong e ya komiti ya banana go ba rotloetsa ka maikaelelo magolo ele gore kereke e nne le ditso tse e tla tswelelang ka tsone mo thulaganyong ya go rorisa Modimo. A re lekgotla la banana ba kereke le lemogile letlhoko la lelwapa loora Sebotso mme la bona go le botlhokwa gore le ba thuse, a re se ke bontlha bongwe jwa go supa ditiro tsa sekeresete ka gonne phuthego ya kereke e ne e se sa bone boroko ka letlhoko le. Moruti Seithamo o tsweletse a re kereke e fa gare ga dikgwetlho mme jaaka ba-na-le-seabe ba matshego a setshaba a 2016, ba diragatsa letshego la tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka go dira ditiro tsa sennela ruri tse ba tla nnang ba ipelafatsa ka tsone. O tsweletse a re kereke e dira tiro ya yone ka go dira diphetogo mo bathong ka gore ke yone letswalo la tshaba, a tlatsa ka gore ditshaba di ka nyelela mme kereke e tla tswelela ele teng. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya banana ba kereke eo, Moruti Duncan Raditsebe a bolela fa a leboga Modimo go bo o ba kgontshitse go dira tiro eo. O boletse fa maikaelelo a bone ele go anamisa botlhokwa jwa go rera lefoko gammogo le go dira ka diatla. A re tota go aba go simolola mo tikologong e motho a tshelang mo go yone pele ga motho a kaya kgakala. O boletse gore kago ya ntlo e ga se ya ntlha mme ba tsweletse ka go lemoga le go thusa ba ba tlhokileng lesego le go ba abela. Moruti Raditsebe a re ngwaga le ngwaga ba tshwara bokopano mme gone kwa ba tshwaretseng bokopano teng ba tlogela motlhala wa bakeresete ka mokgwa wa go aba ka moono wa go inosetsa mo semoweng. E rile a tswa la gagwe Mme Lebogang Sebotso a bolela fa a itumeletse mpho eo fela thata a supa fa Modimo a arabile keletso ya gagwe ya go nna le kwa ene le ba ga gabo ba tla nna teng ka jalo a tla tswelela a tshelela Modimo ka dinako tsotlhe. Motshwara madi wa lekgotla la banana, Moruti Letlhogonolo Thabalaka a re ba kgonne go aga ntlo eo ka dithuso tsa sekolo se segolwane sa ABM le kompone ya MG Properties gammogo le ba bangwe ba ba thusitseng ka didirisiwa tsa kago. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Inaakanyeng le mananeo Mokhanselara wa kgaolwana ya Tumasera/Seleka mo kgaolong ya Sefhare-Ramokgonami, Rre Obitseng Gabadise, o kgothaditse banni ba Seleka go inaakanya le mananeo a puso e tsweletseng ka go a ntsha gore ba tokafatse matshelo a bone. Rre Gabadise o boletse se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. A re o tshwenngwa ke go bona batho ba itlhokomolositse mananeo mme seemo sa bone sa itsholelo se le kwa tlase. O tsweletse ka gore batho ba supa kgatlhego e ntsi thata mo lenaneong la Ipelegeng mme lenaneo leo le tsaya nako e khutshwane motho a dira mo go lone a gakolola fa go le botoka thata fa motho a ka inaakanya le mananeo a mangwe a dikgwebo ka one a kgona go nna a sennela ruri fa mogwebi a tsaya kgwebo ya gagwe ka tlhwaafalo. Rre Gabadise a re fa puso e ntsha mananeo, batho ba tshwanetse go a tsaya ka bontsi ka gore ga ba itse gore a mo dingwageng tse di tlang a tlaa bo a ntse a le teng kgotsa a emisitswe. A re fa motho a dirisitse sebaka se se leng teng gompieno, e ka re ka moso fa mananeo a emisitswe a kgona go tlogelela bana ba gagwe boswa. Mokhanselara gape o ne a rotloetsa banni gore fa ba tlhopha mananeo, ba tlhophe a a farologaneng go itsa phadisano e e kwa godimo. A re motse o tshwana le Seleka ke motse o monnye thata o e leng gore fa batho ba le bantsi ba le mo kgwebong e nngwe fela, ba felela ba phutlhama botlhe ka go tlaa bo go sena yo o rekelang yo mongwe. Mmaboipelego, Mme Keope Tebalo, ene a re o lemogile fa batho ba le maoto a tshupa go tsaya mananeo gore ba tokafatse seemo sa itsholelo mo malwapeng a bone. Mme Tebalo a re dipalo tsa batho ba ba itekanetseng go ka iperekela ba ba tlang go kopa gore ba thusiwe ka fa tlase ga lenaneo la ba boipelego di kwa godimo. Fela jaaka mokhanselara, mma boipelego le ene o ne a rotloetsa gore morafe o se ipone tsapa mo go inaakanyeng le mananeo. A re ofisi ya boipelego ga e thuse ope yo o itekanetseng mo mmeleng le mo tlhaloganyong ka dithuso dipe fela ntle le tsa mananeo. Mme Tebalo o ne a rotloetsa banni gore ba leke go bereka ba le ditlhopha gore ba kgone go tla ka megopolo e e farologaneng ya go ka godisa dikgwebo tsa bone. A re ba seka ba kgojwa marapo ke tiego ya mananeo, a tlatsa ka gore ofisi kgolo ya boipelego e mo dithulaganyong tsa go fefosa go ntsha dithuso tsa mananeo. Banni ba ne ba leboga mokhanselara, ba re ga a ipone tsapa go ba rotloetsa go tlhabolola matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba supa fa ba sale ba ikopetse mananeo ba bo ba isiwa dithutong mme mathata e le yone tiego ya go neelwa dithuso kgotsa didirisiwa. Banni ba ne ba supa gape fa tlhaelo ya metsi e ama mananeo mangwe a a setseng a le teng. economy_business_and_finance 3 Go ntsifala ga dikereke go a tshwenya Mogolwane wa kereke ya Assemblies of God, Bishop Raphael Habibo, a re go utlwisa botlhoko thata gore dikereke di bo di santse di na le mokgwa wa go sa kopana ntswa ditsamaiso tsa tsone di tshwana. Bishop Habibo o buile seo kwa moletlong o kereke ya Assemblies of God kwa Maun e neng e ipelela dingwaga tse di masome a mane e ntse e le teng. A re mokgwa wa gore e re motse o le monnye gongwe o na le batho ba ka tshwara dikete tse pedi, o bo o na le dikereke tsa pentacost di feta bobedi, ga o a siama. O tsweletse a re o ipotsa gore ke eng dikereke tseo di sa kgone go kopana ka jaana tsamaiso ya tsone e le nngwe fela e bile ba dumela fa ba setse keresete morago. A re fa ele gore dikereke di itse gore kereke ke ntlo ya ga keresete, ba tshwanetse go kopana ka jaana ba tla a bo ba bua teme e le nngwe fela ya Modimo go na le go nna o kare ba a phadisanya. O kopile baruti gore ba nne le maatla fa ba bua lefoko la Modimo ba bo ba dirise dithata tse ba di filweng go kopela kgaolo ya Nhabe poloko, a re go dira jalo ba ka tlisa pharologanyo mo bathong ba kgaolo eo. Bishop Habibo o ba kgothaditse go nna le boineelo ka tsotlhe tse ba nang le tsone, a re ka go dira jalo le Modimo o tla a ba okeletsa. O tsweletse a re go ipela go na le mokgwa o montle wa go gakologelwa tse di kwa morago, a baya sekai ka nako ya fa ba simolola kereke ka ngwaga wa 1974 gore gone go le bokete fela thata. Fa a ntsha la gagwe, moruti Nonofo Mataboge a re kgaolo ya Nhabe e tshwanetse ya gololwa ka jaana bana ba teng ba sa tseye thuto ka tlhoafalo, a tlatsa ka gore go tshwanetse ga bo go setse go na le barutegi ba ba tswang kwa kgaolong eo. O tlhalositse fa kereke e le botlhokwa thata ka a re fa e ne e seyo, borukutlhi mo kgaolong eo e ka bo ele jo bo sisimosang mmele. Moruti Mataboge a re kereke ya bone e nale thulaganyo ya gore mafelo a kgwedi nngwe le nngwe ba abele bana ba ba tlhokileng lesego dilwana. O boletse fa ba na le tshimo kwa kgotleng ya Shashe e e tla a reng bosheng ba simolole go e lema le setsha kwa motseng wa Makalamabedi se ba tla a dirang ditlhabololo tsa kereke mo go sone. O tsweletse a tlhalosa fa e tla a re mo kgweding eno, banana ba kereke eo ba nne le sebaka sa go kgothatsana le ba bangwe mo dikoleng tse dikgolwane ka go nna le Career Fair. Bokhutlo religion_and_belief 8 A ba dikotsekara le dibaesekele ba obamele melao Bakgweetsi ba dikotsekara le ba dibaesekele kwa Mokobaxane, ba gakolotswe go obamela molao wa tsela fela jaaka bakgweetsi ba dikoloi. Mafoko a a builwe ke mookamela mapodisi a kgaolo ya District NO. 8, Senior Superintendent Isaiah Makala, kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba kompone ya Debswana, ofisi ya sepodisi ya Orapa le komiti ya ipabalelo tseleng ya Letlhakane kwa Mokobaxane. Maikaelelo a moletlo oo, e ne e le go ruta bakgweetsi ba dikotsekara le ba dibaesekele ka ipabalelo tseleng le go ba tsenyetsa dipanyapanya tse di tswang kwa komponeng ya Debswana gore ba kgonne go bonala sentle fa ba dirisa tsela bosigo. Senior Superintendent Makala o akgotse kompone ya Debswana go thusa bakgweetsi ba ka dipanyapanya ka jaana ba ntse ba le maoto a tshupa go di itsenyetsa ntswa di le botlhokwa thata ka di thusa gore ba bonale fa ba kgweetsa bosigo go hema dikotsi. O tsweletse a re le bone fela jaaka bakgweetsi ba dikoloi ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba kgweetsa, ba se ka ba dirisa megala ya letheka le go nwa bojalwa, a re go dira jalo ke molato. Supt Makala o ne a gakolola bakgweetsi ba dibaesekele go kgweetsa ba le ka fa letsogong la molema ka dinako tsotlhe, a bo a re ba apare mebala e e bonalang segolo jang bosigo. O ne a kopa botlhe ba ba tsenyeditsweng dipanyapanya mo dikotsekareng le dibaesekele go di tlhokomela, a re lesego le tla ga nngwe fela, a tlatsa ka gore ke thuto mo go bone gore ba itse gore di tsenngwa jang gore nako e e tlang, ba di itsenyetse. Rre Makala o supile gape gore dikotsi ka bontsi di diragala ka ntlha ya diphoso tsa bakgweetsi, fa palo e e felelang mo seatleng e le ka mabaka a ditsela tse di sa siamang. Mogolwane wa kompone ya Debswana, Rre Emmanuel Galeemelwe, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a kompone e le go thusana le metse e e mabapi go lwantsha dikotsi tsa tsela. Rre Galeemelwe a re ba dira se ka go dira dithuto puisanyo tsa ipabalelo tseleng mo metseng le meraka e e gaufi, ba bo ba thusa batho ba mafelo ao ka didirisiwa tsa ipabalelo tseleng tse di dirang gore motho a bonale sentle fa go le bosigo mo tseleng. A re ba dule ka moono o wa go tsenyetsa boradikotsekara le dibaesekele dipanyapanya ka ba lemogile fa di amega mo dikotsing tsa tsela. Mo letsholong leo, dikotsekara di le 43 le dibaesekele di le 47 di ne tsa tsenngwa dipanyapanya. Komiti ya ipabalelo tseleng e supile fa mogopolo wa go dira se, o dule ka komiti potlana ya ipabalelo tseleng ya motse wa Mokobaxane, fa kompone ya Debswana e ne ya o atla, ya ba tswa matshediso ya ba ya thusa ka madi go o diragatsa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Di tsatlholego di tlhoka tshomarelo Mogolwane go tswa kwa lephateng la motlobo wa ditso le ditsa-tlholego, Mme Winani Kgwatalala, o gateletse botlhokwa jwa tshomarelo ditso le ditsatlholego tsa ngwao. E rile a buisa makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba mo phuthegong ya khansele ya kgaolo eo bosheng, Mme Kgwatalala a supa fa lefatshe leno e le lengwe la mafatshe a mo Aferika, a a sa bolong go jewa ntsoma e bile le tsweletse ka go latlhegelwa ke ditsatlholego, tse mo nakong eno di ka bong di sologela lefatshe leno molemo. A re ditsa-tlholego di tswa lefatshe ka phatlha tsa menwana ka jaana bangwe ba gweba ka tsone ka tsela e e sa letlelesegeng kgotsa ka bokukuntshwane, mo di felelang di ya kwa mafatsheng a sele. A re ka jalo, go mo maruding a Batswana go netefatsa gore ditsa-tlholego tseo di a somarelwa gore dikokomane tse di tswang kwa tlase di tle di kgone go di akola le go ithuta ka matlotlo ao. Mme Kgwatalala a re ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go sireletsa ditsa-tlholego tsa ngwao tsa lefatshe leno. A re ke ka moo ba lekang go diragatsa melawana e e tla bong e dirisiwa go di sireletsa. O boletse fa melawana eo e tlaa bo e akaretsa o maikaelelo a one e leng go leka bojotlhe gore ditsatlholego tsotlhe tse di neng di tsamaile ka tsela nngwe gotswa mo lefatsheng lengwe le lengwe di busediwe mafatsheng a tsone. Ka jalo, Mme Kgwatalala o ne a gwetlha makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba go rotloetsa banni ba dikgaolwana tsa bone go sireletsa ditsatlholego le go ba tlhaba podi matseba ka mosola wa tsone, gore go se nne motlhofo go gweba ka tsone mo go sa siamang. O ne a supa fa mafelo ka bontsi a ditsatlholego a lefatshe leno a sa tlhole a kgatlhisa ka jaana bangwe ba ne ba nna le monyetla wa go gopela dingwe tsa dilo tse di fitlhelwang mo go one; a tlhalosa fa mo nakong eno mafatshe a mangwe a humile fela thata ka ditsatlholego tse di tswang le mo lefatsheng leno tota. A re fela o na le tshofelo ya gore fa melawana eo e ka tlhomamisiwa, ditsatlholego tsotlhe tse di latlhegetseng lefatshe leno di ka latedisiwa mme tsa boela lefatshe leno kana go nna le sebaka sa go di akola di le gone koo. Makhanselara a ne a leboga Mme Kgwatalala ka go tla go abelana le bone kitso mabapi le ditsatlholego; fela ba kopa gore go agiwe motlobo wa tsone mo kgaolong ya bone go na le gore tse di tswang mo kgaolong di ye go bolokelwa kwa motlobong wa Gaborone. Go ba kgweng kgaba, Mme kgwatalala o ne a gakolola makhanselara gore e le banni ba kgaolo ba tshwanetse ba tsiboga, ba ipopa mme ba iterela lefelo la bone la ditsa-tlholego le ngwao. A re bone e le ba National Meseum ba tlaabo ba le teng go ba fa dikgakololo tse di ka ba thusang go godisa le go tlhabolola lefelo leo. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ikwadisetso ditlhopho ya tlalaletso e tsweletse Banni ba Gojwane le Serule ba itumelela lenaneo la madi la ditlhabololo tsa dikgaolo ba re le dira pharologanyo mo matshelong a bone. Ba ne ba bua jaana kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone Rre Kgotla Autwetse ka Labobedi. Modulasetilo wa VDC ya Gojwane Mme Mogogi Khumo o ne a supa fa ntlo ya modisadikago kwa kokelwaneng e le gaufi le go agwa le fa kago ya leobo la kgotla e sale e simologile e bile go ne go solofetswe gore e ka bo e wetse ka Mopitlo mme ga seka ga kgonagala. Kwa Serule modulasetilo wa VDC Rre Lefetsakgang Mokhondo o ne a supa fa go dirwa ga tsela e e tsenang mo motseng go le gaufi le go wela. E rile a ba kgwa dikgaba Rre Autwetse o ne a supa fa e ne ya re ka Hirikgong a kopana le magosi le maloko a diVDC go dira ditogamaano tsa 2019. O ne a supa fa ba ne ba dumalana fa madi a ditlhabololo tsa 2019 a tlaa dirisiwa go aga matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Gojwane fa e tlaa re mo ngwageng o o tlang matlo ao a ba a agwa kwa Serule. Rre Autwetse a re o itumelela tirisano mmogo ya gagwe le banni ba metse eo ka ba kgona go bereka mmogo le go rerisana. O ne a supa fa a sa itumedisiwe ke ka fa khansele-potlana ya Tonota e berekang ka teng, a supa fa ba goga dinao go fetsa ditiro ka dingwe tsa tsone di ka bo di setse di wetse mme a ba kopa gore ba tokafatse ka fa ba dirang ka teng. O ne gape a supa fa puso e lemogile fa Batswana ba babalelwa ke go tura ga dijo le melemo ya loruo ka ba tlhasetswe ke leuba ka lebaka la pula e e boutsana mme a re tshwetso e ne ya tsewa go fokotsa ditlhwatlhwa ka 25 per cent go ya go tsena Seeetebosigo. O ne a kopa barui go rekisa dikgomo pele di ka angwa ke leuba gore ba kgone go rekela tse dingwe dijo le melemo. Rre Autlwetse o ne a kopa banni go ikwadiseta ditlhopho, a re dipalo tsa ba ba setseng ba ikwadisitse di kwa tlase. Kwa bofelong mothusa mookamela sepodisi sa Serule Superintendent Mbobo Serokolo o ne a kopa banni ba metse eo go dirisana le mapodisi a KgomoKhumo ka ba setse ba le mo kgaolong go laola seemo sa bogodu jwa loruo. Superintendent Serokolo o ne a tlhagisa ba ba bolayang loruo go timetsa bosupi go emisa go dira jalo ka seo se sena go ba sologela molemo ka ba tsile go felela ba tshwerwe. politics 7 Paakanyetso boipuso e tsweletse sentle Banni ba Shoshong mo kgaolong potlana ya Mahalapye ba tshwere ka natla go baakanyetsa letsatsi la boipuso. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, morulaganyi mogolo, Rre Oki Otlogetswe o supile fa dipaakanyo di tsweletse sentle kwa makgotlaneng ka go farologana. A re e tlaare kwa morago botlhe ba tle go thusa kwa kgotleng kgolo ya motse. A re banni ba tsweletse ka go phepafatsa dikgotlana tsa bone. A re e tlaare morago ga palo ya molaetsa wa ga Tautona ka letsatsi la boipuso, batsena moletlo ba fudugele kwa lebaleng la metshameko kwa ditiragalo tsa letsatsi di tlaa tshwarelwang gone. A re mono ngwaga moletlo o a go nna pharologanyo ka ba tsentse le ngwao mo teng. Rre Otlogetswe gape o supile fa go na le dijo tsa setso e le sekao sa ngwao ya Batswana pele ga ba tsaya boipuso. Gape o supile fa go tlaa nna le dikgaisanyo tsa metshameko ya setso e bong mhele, koi le morabaraba. O boletse fa mmino wa setso e le ntlha nngwe e ba e dirisang go tsosolosa ngwao ga mmogo le go ruta banana ka ditso tsa lefatshe leno. Rre Otlogetswe boletse fa keletso e le go bona banni ba Shoshong ba apere diaparo tse di tlaa supang sekao sa letsatsi leo. Dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao le mabelo a dibaesekele le tsone di tlaa natetsha letsatsi leo. E tlaa fa ba tlaa tshwara maitiso a mmino wa segompieno go kgobokanyetsa moletlo madi. O supile fa ba laleditse badiragatsi ba ba akaretsang Tyte, Makolwane a Tantabana, DJ Phazz, Tsarabutsere le ba bangwe. Rre Otlogetswe a re maikaelelo a maitiso a gape ke go tsenya mowa wa boipuso mo bananeng ka go supega fa ba sa tsenel meletlo e. A re le gale ba setse ba supile ka dipalo tse di nametsang fa ba tlaa tsaya karolo mo go baakanyetseng letsatsi la boipuso. politics 7 Ipelegeng ga se tiro ya sennela ruri Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso o boleletse makhanselara a kgaolo potlana ya Kanye gore Ipelegeng ga se tiro ya sennela ruri mme ka jalo batho ba tshwanetse go fapaanela go e bereka go thusana matshelo. Mme Tshireletso o buile jalo fa a ne a buisa makhanselara ka melawana e mesha e e laolang lenaneo la Ipelegeng le molao wa tshireletso ya bana mo Kanye bosheng. O boletse fa ba tshwentswe thata ke maloko a komiti ya ditlhabololo tsa metse (VDC), gore jaanong ba itirile gore bone ke bone fela ba ba laolang, e bile ba bereka ngwaga otlhe ba sa fe ba bangwe sebaka ka go fapaana. O supile fa maloko a VDC a ikgagapelela ditiro tsotlhe mo motseng ba sadisetsa morafe kwa morago. Mme Tshireletso a re Ipelegeng e direletswe Batswana botlhe bogolo jang ba ba sa berekeng le ba ba dikobo dikhutswane, mme a kopa gore ba bereke ka tekatekano. O ba tlhaloseditse ka melawana e mesha e e kgaphang maloko a VDC mo ditirong tse di kotsi tse di ka ba diragalelang fa ba theogetse. A re ga ba a tshwanela go ya ka bana le babelegi kwa tirong ya Ipelegeng ka gore fa ba tlhagelwa ke kotsi puso ga gona fa e ba thusang teng. O boletse gape gore ga go apeelwe kwa mafelong a tiro, ke sone se puso e dirileng gore ba fiwe borotho le seno tsididi. Mothusa tona o kgadile gape go robala mo tirong, a bolela fa go diragala thata mo e bileng o fitlhela babereki ba robetse le baeteledipele ba bone. O kgadile gape go dirisa ditagi mo tirong a bolela fa go le kgatlhanong thata le molao. Mma Tshireletso a re, “ Re kgatlhanong le matlhapa a a dirisiwang ke babereki bangwe mo baeteledingpele ba bone, go tla morago mo tirong go sena pego epe , mme motho kwa bofelong a batla madi’’. O boletse gore fa mmereki a ya ngakeng o tshwanetse go ikopa ka fa molaong mme fa a boa a supe pampitshana e e supang fa a ne a bona ba bongaka. A re ba tshwenyegile ka bogodu ja di dirisiwa mme a kopa maloko a VDC gore ba tsenye leitlho. O gakoletse morafe le makhanselara gore fa go tlhophiwa ditlhogo tsa di VDC, go lebelelwe mo bathong ba ba itseng go bala le go kwala le gore ba bo ba itse sentle ditiro tsa motse tse di dirwang, ba le tlhaga gape ba le dinatla. A re baeteledipele ba tshwanetse gore ba nne mo lefelong la tiro nako le nako e bile ba kwale maina a babereki ka nako e ba theogelang ka yone e seng go kwalela kwa malwapeng a bone jaaka gotwe go a diragala. Fa ba mo kgwa dikgaba makhanselara bangwe ba kopile gore Ipelegeng e thape thata ko metseng ya magae a mannye ka go na le letlhoko la ditiro thata gona le magae a matona. Ba kopile gape gore madi a Ipelegeng a dikatso a okediwe. BOKHUTLO society 9 Metsi a letamo ga se sennelaruri Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o kopile banni ba metse e e kwa Tswapong Bokone go tswa mo kakanyong ya gore letamo la Lotsane le le sa tswang go bulwa semmuso kwa Maunatlala le tlaa emisa letlhoko la metsi go ya go ileng. A re Botswana o gomagomediwa ke leuba ka jalo go tlaa nna dinako dingwe mo isagong tse go tlaa sekeng go nne le dipula tse di tlaa tshelang metsi mo matamong mme kwa bofelong go nne le letlhoko la metsi. Tautona Khama o ne a bua jalo kwa pulong semmuso ya letamo la Lotsane kwa Maunatlala ka Labone. A re go fema seemo sa letlhoko la metsi kana go oketsa sebaka se letamo la Lotsane le ka nosang metse e e masome a mabedi le bobedi ya Tswapong Bokone, go na le se se ka dirwang mme se se turu. A re batho ka bongwe ka bongwe ba ka fokotsa tshenyego ya metsi mme ba tsweletse ka go dirisa methale e mentsi ya tshomarelo ya metsi jaaka go tlhatswa metsi a bo a busediwa mo tirisong le gone go beeletsa metsi a pula go a dirisa. O ne a gwetlha banni go tlhokomela letamo la bone le gone go begela ba ba lebanyeng fa ba itemogela tshenyo gone kwa dikagong tse di kwa letamong. Tautona Khama o ne a rotloetsa banni go tswelela ka go rapelela pula le gone go lebogela pula e e sa tswang go na. Dr Khama a re ga go na yo o neng a solofetse gore pula e tlaa na mo nakong e e neleng ka yone bogolo jang ka e le nako ya leuba. A re mo dinakong tse di fetileng, go ne go sena pula ka dinako tsa leuba mme lefatshe leno le nnile lesego ka Modimo o ne wa utlwa dithapelo tsa Batswana mme matamo a tsena metsi ka selekanyo se se kwa godimo. Ka jalo Tautona o ne a itsise banni fa e rile pele ga dipula di na, letamo la Lotsane la bo le na le selekanyo sa metsi sa 37 per cent mme mo nakong eno selekanyo sa metsi e le 99.7 per cent. A re letamo la Gaborone ka Tlhakole le ne le na le selekanyo sa 1.7 per cent fa mo nakong eno le na le selekanyo sa 18 per cent fa letamo la Molatedi lone le ne le na le selekanyo sa 6 per cent mme mo nakong eno le na le selekanyo sa 40.7 per cent sa metsi. O tsweletse a re letamo la Bokaa ka kgwedi ya Tlhakole le ne le na le selekanyo sa 6 per cent fa mo nakong eno le na le selekanyo sa 95.8 per cent mme la Nywane le ne le na le selekanyo sa 42 per cent mme mo nakong eno le na le selekanyo sa 97 per cent. Tautona a re letamo la Letsibogo le ne le na le metsi a selekanyo sa 34 per cent fa mo nakong eno le na le selekanyo sa 77.8 per cent, la Shashe le ne le na le selekanyo sa 69 per cent mme le na le selekanyo sa 99.6 per cent monakong eno. Letamo la Ntimbale lone le ne le na le selekanyo sa 70 per cent mme mo gompieno le na le selekanyo sa 99.7 per cent fa la Dikgatlhong le ne le na le selekanyo sa 68 per cent mme jaanong le na le selekanyo sa 99.3 per cent. Tona wa Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila, o ne a lebogela banni ba Maunatlala go bo ba ne ba nna le tirisano mmogo nako e puso e neng e ba kopa go aga letamo mo lefelong le go neng go na le mabitla a ba ga bone teng. A re banni ba ne ba dumalana le puso go fudusa mabitla go sena mathata ape. Rre Mokaila o tsweletse a re tiro ya go aga letamo la Lotsane e ne e le masisi thata ka jalo e ne ya lopa puso madi a a kana ka P1.2 billion. O ne a lebogela gobo banni ba Maunatlala ba ne ba tsaya tshwetso ya gore e tlaa re letamo la bone le fela ba bo ba ipaakanyetsa matlo a bone fa a ka nna le tshenyego e e bakilweng ke letamo. E ne e rile go le pele motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Sediegeng Kgamane, a bolela fa metsi a le botlhokwa fela thata mo matshelong a batho ka jalo a tlhokana le go somarelwa. O ne a lebogela puso go bo e ne ya tsibogela selelo sa metsi se se ntseng se utlwala thata mo metseng ya Tswapong Bokone. society 9 Marekisetso a Furnmart a thukuthilwe Mapodise a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone marekisetso a Furnmart a thubilweng a bo a thukuthiwa dithoto tsa madi a a fetang P35 000.00. Motshwarelela mookamela mapodise, Assistant Superintendent Neo Serumola, a re dithoto tseo di akaretsa dikhompiutara tsa bukana di le tlhano, megala ya letheka e le metlhano le sebalamakgolo sa modiro wa iPad. A re go lebega dilalome tseo di thubile bosigo jwa Labotlhano mme ba kgona go tsena ka letlhabaphefo le le kwa morago ga ntlwana ya boitiketso. O tsweletse ka go supa fa ba ile ba roba ditshipi tse di kgannang dirukutlhi kwa ntle le kobotlo e e neng e beile dithoto tseo. A re babereki ba lemogile maphakale fa ba theogela gore go thubilwe. Assistant Superintendent Serumola a re se se gakgamatsang ke gore go na le maranyane a a tlhabang badisa-dikago podi matseba ka nako ya tshenyo mo marekisetsong gammogo le ene modisadikago; yo o kaileng fa a sa bona sepe. O boletse fa modisadikago a ba thusa mo ditlhotlhomisong fa letsholo lone le tsweletse go batla dilalome tseo. A re ga ba ise ba bone sepe sa dithoto tseo mme a ikuela mo setshabeng go ba thusa ka sepe fela se se ka ba isang kwa motlhaleng wa tiragalo eo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Assistant Superintendent Serumola o supile fa batho ba le babedi ba ne ba nwela mo nokeng morago ga gore mokoro wa bone o menoge. A re tiragalo eo e diragetse kwa morakeng wa Xobe mme ka lesego mopagami yo mongwe o ne a kgona go thuma go iphalotsa fa yo mongwe ene a ne a nwela a bo a tlhokafala. O kaile fa setopo seo se ne sa ntshiwa mo nokeng ke mapodise ka thuso ya masole mme sa isiwa kwa setsidifatsing sa kokelo ya Letsholathebe go tlhatlhobiwa ke ba bongaka. Mapodise a ikuetse gape mo setshabeng go ba batlisa Rre Kativa Dinyando wa kgotla ya Botshabelo, mo Maun. Assistant Superintendent Serumola a re rre yoo wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi, o bonwe labofelo ka kgwedi ya Seetebosigo, fa a ne a laela go ya morakeng kwa Tsutsubega mme a seka a boa go fitlha jaana. O boletse fa motlhala wa gagwe o kile wa utlwalelwa kwa motseng wa Nokaneng mme maiteko a dirwa go mmatla le mo metseng e e mo tikologong. A re ope yo o ka utlwalelang sepe fela ka motlhala wa rre yoo a itsise mapodise a a gaufi ka bofefo. crime_law_and_justice 1 Barutabana ba a tlhaela kwa Mokubilo Modulasetilo wa komiti ya badiredi ba motse (village extension team) wa Mokubilo, Mme Kgothatso Mompati a re ba na le tlhaelo e tona ya bodiredi mo sekoleng se sebotlana sa Mokubilo. Mme Mompati o ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Mme Mompati a re ga go na mogokgo le mothusi wa gagwe, a tlatsa ka go re gape ba tlhaelelwa ke barutabana ba le bararo. O boletse gape gore matlwana a bana a boitiketso a tletse e bile a a tshologa mme bana ba tsweletse ka go a dirisa, a tlatsa ka go re ba tlhaelelwa ke matlo a borutelo le a boroko jwa barutabana. O kopa gore Matlo a di S1 a tsenngwe ntlo ya boapeelo le ntlwana ya boitiketso. O supile gore ga go na metsi kwa matlong a boroko a bana ba RADS, a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya dijo mme e bile tse di leng teng di sa siama di na le tshupa. A re gape ga go na dibuka mo sekoleng. Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo o ne a kopa gore lephata la makgotla a Setswana le fiwe madi a mantsi ka gore le tlhaelelwa ke ditlamelo. Kgosi o ne a kopa gore bokgosi ba tsenngwe mo dipensheneng le fa gantsi ba tsena mo tirong ba setse ba godile. Mogolwane wa mapodisi a Mokubilo, Seargent Lesego Kotlhao a re ba a tlhaela gape ga ba na ofisi le boroko. Seargent Kotlhao a re difensetere tsa ofisi e ba e dirisang ga di tswalege le lebati le sule, a supa fa seemo se se sa siama ka jaana dipampiri tsa melato tse di mo teng di ka tsewa ke phefo. O boletse gape gore kgang ya koloi e e amoganwang ke metse e le mene e ba berekisa bokete ka ga ba kgone go tsibogela dipego ka bofefo. Rre Kotlhao a re o sale a tsena kwa Mokubilo ka 2015 a nna mo ntlong e e senang motlakase go fitlhelela gampieno . Modulasetilo wa komiti ya bagodi, Mme Tshimologo Masilo ene a re bagodi ga ba na kwa ba amogelela teng ba tlala mo kgotleng ba kgoreletsa badiri ba kgotla. Mme Masilo a re ba sale ba kopile gore poso e tsenngwe terata gore ba kgone go amogelela mo go yone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Pini Gaorapelwe o tlhalositse gore mananeo a Ipelegeng a tsweletse sentle. A re le fa ba okeleditswe dipalo go santse go sa lekana ka gore banni ba tshela ka lenaneo le. O ne gape a ngongorega ka tsamaiso ya tshekatsheko ya ba lephata la boipelego a re ba kopa gore ba tle go tlhalosa le go dira tshekatsheko e e tseneletseng. O boletse fa ba na le dingwaga di le pedi balwetse ba sa bonwe ke ngaka, a kopa gape gore ba atolosediwe kokelwana. Mongwe wa banni ba motse, Rre Dendo Masungwa o ne a leboga barutabana ba sekole se sebotlana sa Mokubilo go bo ba ntshitse di A di le thataro mo maduong a lekwalo la bosupa. Rre Masungwa a re lenaneo la P10 million ga ba rerisiwe sepe ka lone. Mme Boitshwarelo Masole a re go sale go twe kokelwanwa ya bone e tlaa bereka bosigo le motshegare, a tlhalosa gore baoki ba bereka bokete ka gore ba isa balwetse kwa Letlhakane kgapetsakgapetsa. Mme Masole a re go ne go twe ba ka lemolola masimo mariga ba bo ba duelwe jaanong ga ba duelwe sentle go twe madi a fedile. E rile a leboga, mokhanselara wa Mokubilo/Mmea, Rre Phangi Resetse a ne a supa fa seemo sa sekole se segolwane sa Makgadikgadi JSS se sa jese diwelang. A re bana ga ba je sentle, boroko le jone ga bo a babalesega, a tlatsa ka go re kgaolo e tlhoka sekole se sengwe. BOKHUTLO education 4 Ba lebogela go goroga ga DailyNews ka nako Banni ba kgaolo-potlana ya Tlokweng Central ba rotoeditswe go ikwadisetsa ditlhopho mo mafelong a a rebotsweng e leng Matlala Junior Secondary School le kgotla ya Nkaikela. Se o se builwe ke mogolwane mo ofising ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC), yo o okametseng kgaolo ya botlhophi ya Molepolole, e akaretsang metse ya Tlokweng, Ramotswa le Gaborone, Mme Patricia Mmoloke ko phuthegong eneng e tshwerwe ke ba lekgotla la ditlhopho la IEC bosheng mo Tlokweng. Mme Mmoloke o ne a tlhalosetsa Phuthego eo fa se se tla ka jaana mokhanselara wa kgaolo ya Tlokweng Central Rre Dichabe Sitshiro a ne a supile ngongora tebang le bokgakala jwa matlhophelo, mme a bolela fa go sena se se ka dirwang mo sebakeng se ka jaana ikwadisetso ditlhopho e setse e tsweletse. “Ngongora e re neng ra kopana le yone e tla ka mokhanselara, re ne ra seka ra e tsaya motlhofo re lebile gore jaaka ha e le mookamedi wa morafe o tsisa dingongora tse di tswang kwa morafeng. O ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa matlhophelo otlhe ka bobedi a a hudusitsweng a se sekgala thata ka jaana go tswa kwa matlhophelong a ga Mantshetlha Motlhabane a a neng a dirisiwa pele e le dimmithara di le makgolo a mane go tsena kwa go a masha a Nkaikela. A re a mangwe a a neng a le kwa ga Mme Bonyana Kgokong go supagala fa e le dimmithara tse di makgolo a roba bongwe go tsena kwa go a masha a Matlala Junior school, se e leng gore se na le dikago ga mmogo le motlakase. Mme Mmoloke o ne a tlhalosa fa tshwetso ya go fudusiwa ga matlhophelo ao, e tsile jaana ka lebaka la gore matlhophelo a a neng a dirisiwa pele a ga Mmantshetlha Motlhabane le Dinyana Kgokong, go ne go tlhomilwe ditante mo go one e se dikago tsa se nnela ruri. O ne a tlhalosa fa ditante di sa babalesega, a re di wela ba ba tlhophisang di ba gobatsa. A re ditante di na le kgwetlho e tona ka jaana di na le dikotsi segolo bogolo mo diemong tsa dipula le diphefo. Kwa bokhutlong Mme Mmoloke o ne a kopa morafe o o neng o le mo phuthegong go rotloetsa ba ba seyong go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo matlhophelong a masha ao. E rile a tswa la gagwe Mokhanselara Dichabeng Seitshiro a re selelo sa gagwe ke gore go baakanngwe ka lebaka la gore batho ba kgaolo eo ba bona mafelo ao a le kgakala. A re seemo se fa se sa baakanngwe se tlaa rotoetsa go utswiwa ga batlhophi go ba isa dikgaolo tse eseng tsa bone. A re kgang ya gagwe ke gore le nako e go neng go fudisiwa tante go tswa kwa Front of Bogatsu go tsena kwa ga Dinyana Kgokong go ne go ntse go lekgakala, ka jalo a kopa gore seemo se se baakangwe ka go le boleele fela thata. Batsena phuthego ba ne ba itela mo go a IEC gore ba baakanyediwe gore ba tle ba kgone go ikwdisa. Mme Mosidi Mabiletsa o ne a bolela fa bontsi jwa bagolo ba lela ba sa itse kwa go tlhophelwang teng. A re go na le ketsaetsego ya gore go tlhophelwa kae, a kopa gore seemo se se baakangwe. BOKHUTLO politics 7 Makhanselara a Ghanzi ba kopiwa go ithuta molao Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba kopilwe go ipaakanyetsa le go tlhaloganya paakanyo ya molao wa ditogamaano tsa ditoropo le lefatshe, o mosha wa 2013, ka gore dikhansele ke tsone tse di neetsweng dithata tsa go o diragatsa. Mafoko ao a builwe ke mothusa mokwaledi mo lephateng la Ditsha le Matlo, Rre Maotoaneng Sebina, fa a ne a buisa phuthego ya Khansele e e tletseng. O boleletse makhanselara gore go botlhokwa gore ba tlhaloganye molao o thata, ka gore puso e tsere tshwetso ya gore dikhansele e nne tsone tse di nang le dithata mo go o diragatseng. Rre Sebina a re paakaanyo molao oo e diretswe gore tsamaiso ya ditogamaano e nne motlhofo kwa dikhanseleng le gore dikopo tsa batho ba ba batlang go dira ditlhabololo le go fetola tiriso ya ditsha di seka tsa tsaya sebaka se seleele. A re ka jaana ele bone badiragatsi ba molao oo, ba tshwanetse go ipaakanya le go ema ka dinao gore molao o o tle go bereke sentle go ba sologela molemo; ka e bile dikhansele ke tsone di neng di batla gore molao o o sekasekwe. Mothusa mokwaledi a re dikhansele di neetswe dithata ka gore ke tsone tse di itseng dikgaolo tsa tsone sentle le gore gape ke tsone tse di isang ditlhabololo le ditlamelo kwa bathong. A re molao o gape o diretswe gore batho ba ba nang le kitso ya go dira ditogamaano ba ye go ikwadisa ka fa molaong. Rre Sebina a re ba ne ba setse ba lemogile gore go na le bangwe ba ba dirang ditogamaano mme ba ja Batswana ntsoma ka go ba duedisa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ntswa ba sena kitso ya go nna jalo. Makhanselara ba ne ba lebogela paakanyo molao oo, ba supa fa e sa le banni ba Ghanzi ba kopa ditsha mo toropong ya Ghanzi mme go se sepe se se diragalang. Makhanselara ba boleletse mothusa mokwaledi gore khansele e tsile go emela molao oo ka dinao go o diragatsa. Ba supile fa bontsi jwa ditlhabololo di ne di diega ntateng ya gore ba ne ba sena dithata tse di kalo. Makhanselara ba ne ba kopa gore gonne le dithuto-seka-dipuisano tsa molao oo, gore ba kgone go o tlhaloganya sentle. Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ne ba ngongorega thata ka bangwe ba ba rekileng ditsha mo dipolasing dingwe tse di bapileng le toropo ya Ghanzi, mme ere ba eletsa go fetola ditsha tseo go di dirisa mo ditlhabololong tse dingwe ba tshwaragane le mathata, go twe ba ka di dirisa ele masimo fela ka gore ene le dipolasi. Makhanselara ao ba re ka molao o, go tla thusa batho ba go nna jalo gore ba kgone go dira ditlhabolo dingwe le dingwe tse ba eletsang go di dira mo ditsheng tseo. politics 7 Go lemela leruo go thusa mo leubeng Mogolwane mo ofising ya tsadiso le tlhabololo leruo kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng o kopile balemi go lemela leruo dijo ka nako ya leuba. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Rre Bobby Ramotho a re nawa ya O kaile fa leruo le tshwana le dikgomo le dihutshane di ka jesiwa O supile fa dipoo le tsone di siametswe ke nawa e ka gore ga di tsamaye thata mme di ka kgona go gata tse dinamagadi di na le maatla. Rre Ramotho o kaile fa O tlhalositse fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo temong ya A re e tshabelelwa ke diji di tshwana ditsiakgope le diboko ga mmogo le mhero wa matebele. Rre Ramotho a re nawa e e tlhoka tlhokomelo le fa e sena go robiwa. economy_business_and_finance 3 Ditirelo tsa puso di tokafetse kwa Morwamosu Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Morwamosu, Mme Lulu Tshosa o galaleditse maphata a puso a a tsweletseng ka go tokafatsa ditirelo kwa motseng oo. E rile a bua mo potsolotsong Mme Tshosa a tlhalosa gore e re ntswa mo ba go direlwang ke puso go sa lekane, banni ba motse oo ba tsweletse ka go akola mananeo a a farologanyeng. A re e rile bosheng ba-na-le bogole ba le bararo ba agelwa matlo fa batlhoki ba le batlhano ba agetswe matlo e bile ba nna mo go one. O boletse fa gape mongwe a nnile le lesego la go agelwa ntlo ka lenaneo la ga Tautona la Presidential Housing Appeal. O tlhalositse fa gape puso e tsweletse ka go thusa batho ba le masome mararo le bobedi ka mophako wa nakwana morago ga gore ba angwe ke merwalela e e neng ya rutlolola matlo a bone ka 2015. A re e re ntswa dikonteraka tse di neng di thapilwe ke puso di feditse go rulela matlo ao, puso e tsweletse ka go ba phakisa dijo go fitlhelela ba kgona go ikemela ka dinao. A re lenaneo la bana ba sekole ba ba tlhokomelwang ke puso le lone le tsweletse sentle ka jaana bana ba le masome mararo le boferabobedi ba ba tsenang sekole se sebotlana ba rekelwa paka ya sekole le diaparo sentle gammogo le ba ba masome mabedi ba ba tsenang sekole se segolwane. A re lenaneo le gape le tlhokomela ngwana yo o tsenang sekole sa tiro ya diatla kwa Kang ka boroko le madi a sekole. Le fa go ntse jalo, o supile fa mananeo mangwe a nyeletso lehuma a sa atlega ka lebaka la go tlhoka ponelopele ga beng ba one. A re mo bathong ba le bane ba ba thusitsweng ka tshingwana ya merogo, a le mongwe ke ene fela a tsweletseng fa ba bararo ba tlogetse. A re ba supile fa ba sena metsi mo malwapeng gape meriti e e khurumetsang dijalo e onetse. O boletse gape gore ba ba neng ba filwe dipodi le bone ga gona kwa ba di nosang teng mme bangwe ba felela ba di nosa mo motseng, selo se se leng kgatlhanong le tsamaiso ya ba metsi. A re a le mongwe yo o neng a thusitswe ka madirelo a borotho le ene o tswetse madirelo, a supa fa go sena madi a go tsweledisa kgwebo. Le fa go ntse jalo, a re e le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tsweletse ka go rotloetsa batho ba ba filweng mananeo a puso go ithuta go dira mekwalo e e supang tsamaiso ya dikgwebo tsa bone. Mo go tse dingwe, Mme Tshosa a re ba lebogela gore mokenti wa motse wa bone yo o neng a ile sekoleng o boile, ka jalo o tlaa tswelela a ba thusa. Le fa go ntse jalo, a re ofisi ya mokenti ga e na motlakase le metsi ntswa a dirisa sebalamakgolo go leba boOmang ba dikgomo. BOPA politics 7 Go bipa mpa ka mabele go senyetsa bana isago Ngwana fa a gola go solofelwa tse dintsi mo go ene, ka jalo o tshwanetse a nosediwa jaaka setlhare gore maungo a gagwe a tle a direle lefatshe leno. Le gone gore batsadi ba tshwanetse ba leka ka bojotlhe go dira tse di molemo gore maungo ao a nne sekao lefatshe lotlhe. Ka jalo, modiri wa boipelego go tswa kwa lekgotleng la Women Against Rape, Rre Baleseng James o supile fa ba tshwenngwa ke batsadi ba ba iseng ba lemoge botlhokwa jwa go nosetsa ngwana, ba ba setseng ba bipa mpa ka mabele fa go tla mo dikgannyeng tse di amang bana ba bone. Mo potsolosong le Rre James o kgadile se a sa kgwe mathe, a re mokgwa oo wa go bipa mpa ka mabele, o dira jalo go senyetsa bana bokamoso. A re fa kgang e begilwe, dikgato tse di tsewang e nna thuto mo bontsing, mme seo se fokotse dipalo tsa go nna jalo. A re dikgang tsa kgokgontsho ya bana ba basetsana, segolo bogolo ba ba imisiwang ba le ka fa tlase ga dingwaga di dintsi mo kgaolong ya bone, a re dikgang tsa go nna jalo di a tshwenya thata a kopa batsadi go ema makgotla a bone nokeng go lwantsha dikgang tsa go nna jalo gore bana banne le bokamoso jo bo siameng. “Rona kwano ga re na dipalo mo nakong ya gompieno, mme re lemogile fa dikgang tse di tshwenyang thata e le tsa boimana jwa banana. Ke kopa batsadi gore ba begele ba makgotla a ditshwanelo tsa batho le mapodisi ka gore go dira jalo go ka thusa go rarabolola selelo se re leng mo go sone,” ga tlhalosa Rre James. A re go bega dikgang fela fa di tloga, go ka thusa gore ba kgone go oba lore lo sale metsi, ka jalo go thuse gore bokamoso jwa ngwana bo nne jo bo siameng. Rre James a re ba lemogile gore batsadi ka bontsi ba rata dikgang tse di rarabololwang mo malwapeng, a re go dira jalo ga go thuse sepe. O ne a tlhalosa fa go na le batho ba ba rutetsweng dikgang tsa go nna jalo, ba ba sidilang ngwana maikutlo, ba nna fa fatshe ba bue le ene le go mo gakolola selo se a reng se bereketse ba bantsi fela thata. Rre James a re nako tse dingwe batsadi ba ba tswang mo malwapeng a a tlhokileng lesego ba tshaba go bega kgang fa e le gore e ama ba ba tswang mo lwapeng le le botoka, ba akanya gore fa ba dira jalo ba tla a tshela mo lelwapeng la go nna jalo mme ba lebala gore ba senyetsa ngwana wa bone bokamoso. A re ngwao ke kgang e e masisi gape e farologane, e bile ba dumela fa ngwao e le botlhokwa, mme o kopile batsadi go tshegetsa ngwao tsa bone mme gape ba seka ba iphitlha ka ngwao. “Go botlhokwa gore motsadi a direle ngwana wa gagwe tse di molemo gore kamoso a tle a ikgantshe ka ene, ka gore go godisa ngwana yo kamoso a nnang sekao mo bontsing go a itumedisa,” ga bua Rre James. BOKHUTLO education 4 €˜Lemogang boleng jwa metshameko’ Banni ba Mahalapye ba akgoletse botsamaisi jwa sekole se segolwane sa Parwe go keteka letsatsi la metshameko ya mafatshefatshe ya di Olympic bosheng. Mogolwane wa tsa ditogamaano, Rre Batlhabane Medupe kwa Botswana Railways a re se ke bopaki jwa gore Mahalapye o a lemosega ka jaana e le lekgetho la bobedi go tshwarelwa tiro e teng. O kaile fa go le molemo go bona Botswana le ene a keteka letsati le. Rre Medupe a re sengwe sa tse di neng di kgatlha leitlho ke mogwanto wa dikhilomithara tse di lesome tse bagolo, dikgosi, baithjuti le banni ba neng ba tsaya karolo mo go one. One a itumelela tshwaragano e sekole sa Parwe se nnileng le yone le mafatshe ka go farologana le tsamaiso thuto ka ditsetlana e e tlhamilweng ka ngwaga wa 2018. Rre Medupi a re ka lenaneo le, sekole se nnile le diphetogo mo boitshwarong le go aga setho sa bana, a kaya fa se se supa maduo a a tokafetseng mo dithutong tsa bone. A re mo kgaoganong tse di ka bakwang ke sepolotiki, bong, letso le tse dingwe, metshameko ke yone fela e ka tshwaraganyang batho. O kopile banni ba Mahalapye go lemoga boleng jwa motshameko mo go ageng bokamoso jwa bana. A re metshameko jaanong e tsewa jaaka tiro ya itshetso. O file sekai ksa dikgantshwane jaaka Issac Makwala, Baboloki Thebe le Amantle Montsho ba ba itshetsang ka metshameko. Rre Medupi a re batshameki ba duelwa madi a mantsi a babereki bangwe ba a dirang ka dingwaga fa batshameki bone ba a dira ka letsatsi. Rre Medupi o tlhaloseditse bagolo ba motse fa go itshidila mmele e le selo se se ka ba tokafaletsang botsogo go oketsa lebaka la go tshela le go fokotsa malwetse a akaretsang sukiri, madi a magolo le monono o o feteletseng. O lebogetse banni ba Mahalapye go tsena moletlo ka dipalo tse di kwa godimo. Mogokgo wa sekole, Rre Bashi Garebaitse o kopile tshwaragano gareng ga batsadi a re sekole se, se lesego go fiwa sebaka sa go tshwara moletlo o. health 6 Ntsi ya maungo e tlhasetse Lephata la temo-thuo le tlhagisitse khansele potlana ya Tutume fa go tlhagogile ntsi ya maungo. Molemisi yo o neng a tswa Gaborone, Mme Fatima Makgetho a re ntsi e e baka tshenyo mo maungong go balelwa le a naga tota. O boletse fa ntsi eo, e e bidiwang Asian Fruit Fly, e simologile kwa Chobe, Limpopo le Tuli Block mme gompieno e utlwalelwa kwa kgaolong ya legare. Mme Makgetho o tlhalositse fa ntsi eo, e e tsamayang sekgele sa dikhilomithara di le lekgolo ka letsatsi, e sa tlwaelesega mo Afrika, a tlatsa ka gore ke seji se se batlang go emelwa ka dinao. A re borai jwa ntsi eo mo mothong ga ba ise ba bo bone mme fela se a se itseng ke gore e bodisa maungo ka bofefo ka e baya mae mo loungong, kgotsa mo sethunyeng. A re gore ba e laole ba tsamaya ba baya malekane a masweu go bolaya ntsi e tonanyana mo sekgaleng sa dikhilomithara tse di lesome go ya kwa go tse di lekgolo ka go tsenya molemo o o lonko lo tshwanang le lwa ntsi e namagadi. Mme Makgetho a re ba setse ba simolotse kwa Tonota, Francistown, kwa lehuting la matlakala kwa Selebi Phikwe le Ramokgwebana ka go pega malekane mo ditlhareng. O tswelela a re morago ga moo ba tlaa simolola go pega malekane mo Tutume go felela kwa Maitengwe. A re letsatsi le letsatsi ba tlhola malekane ao go bona gore a ga ba a tshwara sepe. A re ba dira jalo mo lobakeng lwa dikgwedi tse tharo, mme fa go se na se ba se tshwarang ba dira mo dibekeng tse pedi. A re ba ya go simolola go laola motsamao wa maungo mo kgaolong mme fa seemo se ba pateletsa go a emisa ba tlaa dira jalo. Mme Makgetho o supile gore mongwe le mongwe yo o batlang go roba a ba itsese mo lobakeng lwa malatsi a mabedi gore maungo a tshelwe molemo otlhe. A re morago ga malatsi a mabedi a ka jewa mme a tshwanetse go tlhatswiwa dinako tsotlhe fa a jewa. O kopile balemi go babalela masimo a bone ka go nna keletlhoko mo maungong a re fa a wetse fa fatshe ba a sele ba a beye fa go faphegileng teng. O boletse gore boradikgwebo bone ba fiwa dikhakha tse dintsho go tsenya mo teng gore fa e le gore ka nngwe tsela ntsi eo e mo teng e bolawe ke mogote. O kopile baeteledipele go goga mmogo le kemo nokeng ya bone ka e le bone matlho a setshaba go tlhaba mokgosi wa tshenyo ya ntsi le go itsese morafe go dira le ba ba tlaabong ba romilwe go lwantsha ntsi. A re kgwetlho e ba nang nayo ke gore fa ba pega malekane batho ba tla ba a pagolola ka ba a jala ditlhare mo go one, ka jalo o kopile gore batho ba emise go dira jalo. Fa a mo kgwa dikgaba, mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ismael Mokgethi o ne a kopa gore malekane ao a dirwe gore a bolae ntsi e tonanyana le e namagadi ka nako e le nngwe. A re go madimabe gore e re ba sa ntse ba lela ka tlhako le molomo go bo go tla ntsi. Mokhanselara wa Sebina, Rre Mogomotsi Lemogang o kopile lephata la temo-thuo go itlhaganelela ntsi eo, e sere kwa morago ba itshwara molomo. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Kemmonye Amon o supile lephata la temo-thuo ka monwana a re le nnile bonya go tsibogela dikgang tsa go nna jalo, a tlatsa ka gore se se ya go ama dikgwebo ka bontsi ka di reka maungo kwa Afrika Borwa, ntswa ntsi eo e sa bolo go utlwalelwa koo ngwagatlola. Mme Makgetho o tlhalositse gore ba nnile bonya ka gore ngaka e e ka tlhalosang gore ntsi eo ke yone e e bonwang kwa Afrika Borwa o tsere dikgwedi tse tharo go rurifatsa kgang e ka ga a nne o kgarakgatshega le mafatshe.Bokhutlo society 9 Morafe o kopiwa go nna le seabe mo go thibeleng mogare wa HIV Kgosi ya motse wa Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o gakolotse banana ba motse oo go nna le seabe mo thibelong ya mogare wa HIV. O buile seo fa a bula thuto seka dipuisanyo tse di rulagantsweng ke ba Lephata la Banana Metshameko le Ngwao go ruta banana ka mogare wa HIV le boikgapo. Kgosi Ramokobetwane o gakolotse banana go itebaganya le mananeo a puso a a ka thusang go thibela mogare a akaretsa PMTCT,go kgaola letlao la bonna ga bo rre. O ne gape a kgotlhatsa banana ba ba tlhokileng lesego ka go wela ke seru sa bolwetsi jwa HIV/AIDS go dirisa diritibatsi jaaka ba laetswe ke ba bongaka. O ne a tswelela ka go supa gore mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le boikarabelo mo botshelong jwa gagwe ka go dira tse di eletsegang. O ne a tswelela ka go gakolola banana go tsaya tsia dithuto seka-dipuisanyo tseo. Mogokaganya ditirelo tsa banana mo kgaolong ya Letlhakeng Mme Sophie Letsholo o ne a tlhalosa fa dithuto seka-dipuiso tseo di itebagantse le go kgaogana kitso le ka HIV/AIDS le tse di tsamaelanang le yone. O ne gape a supa fa ba tla ruta le ka go fetola boitsholo.Dithuto seka dipuisano tseo di tla tsaya malatsi a mararo.Mongwe wa barutuntshi kwa thuto seka dipuisano tseo Rre Tebogo Phale o ne a supa fa a tshenngwa ke go ima ga banana mo Khudumelapye mo go ileng magoletsa. O ne a kgotlhatsa banana gore ba itlhaloganye ba tseye ditshwetso tse di maleba mo matshelong a bone. O ne gape a ba gakolola go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ka ba sale bannye mme ba emele nyalo pele fa ba ka dira jalo.Rre Phale o ne gape a gakolola baratani go itlhatlhobela mogare. health 6 Motlhopha ntsi ke yo o kgorang E re 
ka mo malatsing a segompieno go se motlhofo go ka bona tiro gape go sa tlhole
go tlhaolwa gore tiro e e ka dirwa ke borre kgotsa bomme, Mme Simangaliso
Mathonsi o bone go le maleba gore le ene a tsene mo tirong ya go roka ditlhako
e ka tlwaelo e dirwang ke borre. Mme Mathonsi a re o ne a nna
le keletso ya go anya botsipa jwa go roka ditlhako mo tsaleng ya gagwe Rre
Brigadia Mkwanda go tswa Malawi ka a ne a na le kitso e ntsi. Mme Mathonsi yo o
dingwaga tse di masome a mane a re o tsere dikgwedi tse tlhano a ntse a ithuta
go roka mme tsala e ya gagwe e ne e sa mo felele pelo. Mo potsolotsong le ba BOPA, 
Mme Mathonsi o boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2013, ene le tsala ya gagwe
ba bona go le botoka gore ba bule kgwebo mo Masunga. A re go ya ka ene le tsala
ya gagwe, ba ne ba bona gore kgwebo e ya go roka ditlhako tse di senyegileng,
go kokometsa ditlhako gotlhe le go di tsenya sola e ne e ka ba tshetsa ka ba ne
 ba na le botsipa joo. A re ba ne ba dirisa madi a ba neng ba ntse ba a ipeetse
go simolodisa kgwebo eo. O ne gape a tswelela a re, kgwebo e e ne ya amogelwa fela
thata ke batho ba bantsi mme a re go le pele bangwe ba ne ba gakgamalela gore a
motho wa mme o ka dira tiro ya go tshwana le eo. A re kgwebo e e ne e dira
dipoelo tse di kwa godimo ka e ne e dira bo P7000 kgwedi. Mme Mathonsi o ne gape a re
bomme ba tlogele go tlhopha ditiro ba dire tiro nngwe le nngwe e ba bonang ba
ka e kgona ba seka ba re ke ditiro tsa borre. Rre Mkwanda yo o dingwaga tse
di masome a mane le bobedi a re le mo nakong ya gompieno, kgwebo e e dira
sentle fela le fa ba ne ba ise ba simolole go e bapatsa. O ne a tlhalosa gape
gore bareki ba tla ka dipalo tse di kwa godimo malatsi otlhe mme ba oketsege
 thata ka Labotlhano. E ne ya re fa a tswelela, a bolela fa bangwe ba batho ba ba
tlang go roka ditlhako kwa go bone, ba tswa kwa metseng e tshwana bo Tutume,
Ramokgwebana le e mengwe e e mabapi. O tsweletse gape a re o ne a
eleditse gore fa kgwebo e godile, ba felele ba kgona go dira ditlhako, ba
bapatsa kgwebo e ya bone mme ba felele ba ruta bangwe batho go roka gape ba
tlhamela batho ditiro. E re ka kgwebo e seke e
tlhoka dikgwetlho, Rre Mkwanda o boletse fa batho bangwe ba batla go direlwa ka sekoloto. economy_business_and_finance 3 Go botlhokwa go somarela dithuso Motho mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go emela botshelo jwa gagwe ka dinao go itsa go direlwa jaaka nama . Go bua jalo Mme Eagisang Metswi wa kgotlana ya Rolong kwa Makopong mo potsolotsong bosheng. O ne a tlhalosa fa a godile a rata go apaya le go lebelela fa borotho bo tshwerwe ka jalo a nna le kgatlego e ntsi mo go bo direng. A re o ne a ya dithutong tsa kapei ya teng kwa Kanye mme ya re a tswa koo a palelwa ke go simolola kgwebo ka ntata ya letlhoko la madi a ineetse mo go thuseng go apaya mo meletlong ya motse le ba masika. O boletse fa a ne a iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2014 mme ka bolesego a atlega . Mme Metswi o ne a batlelwa phatlha ke ba lenaneo leo mo khanseleng ya go apeela bana ba sekolo sa Makopong se se botlana malatsi a mabedi mo bekeng nngwe le nngwe. A re o fepa bana ba le makgolo a mane le masome a supa le bongwe. A tlhalosa fa a ne a nna le dikgwetlho mo tshimologong ya kgwebo mme ga tloga ga siama ka a ne a leka ka bojotlhe go dirisanya sentle le baapeyi ba sekolo seo ka e ne e le bone ba ba amogelang dijo. Mme Metswi o ne a tlhalosa fa tiro ya go apaya borotho e le bokete a re mme ruri go ikisa meriting ga se gagagwe. A re ka lebaka la gore o fepa bana ba sekolo o thapile batho ba babedi go thusanya mmogo.A re mo nakong eno ga a ise a simolole go apaya a rekisetsa morafe ka a ise a nne le lefelo la kgwebo le ntswa a na le setsha. O tlhalositse fa keletso ya gagwe e le gore mo tsamaong a age boapeelo jo bo phothologileng go kgotsofatsa banni ba motse oo ka ba mo tsentse letsatsi ka lebaka la go tlhoka go rekisa mme a le mongwe fela mo motseng yo o nang le bokgoni le didirisiwa tsa kapei eo. Mme Metswi re itemogelo ya gagwe mo go itireleng kgwebo e nnile selo se se tona ka a gatetse pele mo botshelong mo a bileng a simolotse go ikagela ntlo. Ka jalo o ne a gakolola setshaba go somarela dithuso tse ba di fiwang ke puso ka e tlhabolola matshelo a bone. A bolela fa kgwebo e tlhoka bopelotelele, boitshoko, bonatla le tirisanyo mmogo mo bareking. O boletse gape gore dikwetlho mo kgwebong ke diemo tse di e godisang le go e tlhatlosetsa kwa godimo ka e le diphoso tse di baakanngwang go tsweledisa.go akgola puso a re e nale tebelopele. education 4 Mokakapadi ke molemi wa popota Ntswa bontsi jwa balemi bo le maoto a tshupa go lema, sebe sa phiri e le dipula tse di boutsana, Mme Gaboyo Mokakapadi wa Serowe ke mongwe wa balemi ba ba sekeng ba ipona tsapa. Molemi yo, yo o lemang kwa masimong a Ramatsaba, o ne a tsaya maemo a ntlha mo disupiweng tsa dinawa kwa ditshupong tsa temo-thuo tse di neng di tshwaretswe kwa Serowe bosheng. Le ngogola o ne gape a feta ka tse ditsididi. Mme Mokakapadi yo o neng a isitse disupiwa di akaretsa dinawa le morogo wa Setswana, o ne a bolela fa a sale a simolotse temo ka 1952. A re ngwaga le ngwaga fa nako ya temo e atamela o baakanya tsotlhe tse a di tlhokang gore a seka a tlolwa ke temo. A re o phaka peo ka nako a ba a batle ba ba ka mo lemelang. A re ga a tlhophe gore mo ngwageng ofe kana ofe o lema eng. “Ke lema sengwe le sengwe. Ke lema magapu, dinawa, mmidi, letlhodi, mabele, ntshe le tse dingwe,” a bua jalo ka monyenyo a supa fa a rata temo tota. Mma Mokakapadi a re ga gona ngwaga o a kileng a lema mme a seka a tswa ka sepe. “Ke rekisa bontlha bongwe jwa thobo ya me, fa e nngwe ke e somarela e nna dijo tse ke di jang. A re mo dinakong tse dingwe o sekaseka gore a ka direla mongwe yo o tlhokileng lesego fjaaka ngogola a ne a ithaopa go duelela baithuti ba le batlhano ba sekole sa Matshekge sekole go fitlhelela ba fetsa. E re ntswa Mme Mokakapadi yo o dingwaga tse 85 a setse a godile e bile a ikokotlela ka thobane, a re ba le bantsi ba gakgamalela gore a bo a santse a lema e bile a kgona go bona thobo. A re ka a lema go le tsopana o tlhoka matsogo a a mo thusang, mme a ba duele ka se a tlaa bong a se robile. Mma Mokakapadi a re bana ba gagwe ba feletse ba rata temo mme pele ba ne ba gana go mo rotloetsa ka ba ne ba dumela gore o setse a le motona mme o tshwanetse a ikhutse. A re nako nngwe o ne a fetwa ke temo selo se se neng sa mo utlwisa botlhoko a ba a felela a robaditswe kwa kokelong. “Fa ba bongaka ba mpotsolosa go lemoga se se ntshwenyang mo moweng ka felela ke ba bolelela gore bongwanake ba ganne go ntemela.” O boletse fa bana ba gagwe ba ne ba bidiwa ke ngaka go ba gakolola. A re fa e sale nako ya teng bana ba gagwe ga ba ise ba tlhoke go mo lemela. O ne a rotloetsa banana le bagolo go tlhoafalela temo ka e kgona go jesa motho kana e tsenya letseno mo lwapen. economy_business_and_finance 3 Barui ba ngongorega ka tshenyo ya diphologolo Barui ba kgaolo ya Ngami ba ngongoregile ka tshenyo ya diphologolo ba re o kare puso e tlhokomela tsone thata go na le bone. Ba ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo thuo, Rre Fedelis Molao, kwa Maun bosheng. Barui ba re fa di phologolo di tlhaga terata, di tsena mo metseng go ba senyetsa mme ga go tsewe kgato ntswa dikgomo tsone di bolawa fa di ya kwa le helong la diphologolo. Mongwe wa barui, Rre Simon Bojosi, a re ka go lebega puso e bona bomosola jwa diphologolo bo feta jwa dikgomo, ke eng e sa dire gore ba tsee dingwe tsa dinare le ditlou ba di tshela kwa dikgalong tse dingwe jaaka, Serowe, Palaplye, Molepolole le mafelo a mangwe a a mo molehatseng leno. Rre bojosi yo gape eleng modulasitilo wa mokgatlho wa barui obile a re bone ba ikemiseditse go thusana le puso mme a re monakong e e tlang fa tona kana e ne mothusi wa gagwe ba e tela kgaolo ba ikopanye le bone pele gore tle ba bathuse go araba dikgang tsedingwe. Otsweletse a re gonna ba buetse ruri ka tshenyo ya diphologolo mme ba sa tsewe tsia go tloga jaanong go ba lotlhanya le yone puso, a tlatsa ka gore gongwe ga di le ka koo ba tlaa ithuta go di tlhokomela botoka ka batlaa boba bona se ba buang ka sone. Rre Sesentle Madise e ne o ne a re le bone jaaka masole a gotsweng a disa melolwane ba kopa gore ba neelwe ditlhobolo gore ba kgone go tlhokomela terata eo kwa masole bas a gorogeng teng a tlhalosa fa motho a ka seke a kgalemela tlou ka molamu. O ne gape a re tlhwatlhwa e e beilweng ke ba matlhabelo a Maun goreka di kgomo tsa bone ka yone e kwa tlase fela thata fa e tshwantshangwa le matlhabelo a mangwe mo lefatsheng leno. Kgosana wa kgotla ya Moeti Rre Cosmos Lelatlhego e ne o ne a batla goitse gore keeng puso e sa tlhape batho ba metse e e gaufi le terata eo gore banna ka dinako tsotlhe ba tlhokometse jaaka ba bereki ba ipelegeng. O ne a re ba kopa gore monakong e e tlang fa gotla tona wa temothuo go tle le wa diphologolo ka a re maphata ao ga a farologane gope, a ba a re go bo dilelo tsa batho ba kgaolo e o kare ga ditsewe tsia ke gore ga bana moemedi yo o mo maemong a botona kwa palamenteng a tswa mo kgaolong e no. E ne erile go le pele mothusa tona a ba bolela fa maikaelelo a bone e le puso e se go nyeletsa dikgomo tsa kgaolo e no mme gosala diphologolo jaaka bangwe ba akanya. A re oitse sentle gore kgomo key one botshelo le letlotlo la Motswana mongwe le mongwe, o bile a re bone ba santse ba kopa barui go tlhomamisa gore ba kentisa dikgomo tsa bone gore battle ba a kole maduo a a akolwang ke ba bangwe. Modikgannyeng tse dingwe Rre Molao o ba boleletse gore puso e tsere maikaelelo a go thusa bao babanang le bogole ka madi a a kanang ka P300.00 a re a katswe bangwe bare a mannye mme ka na Motswana a re sejo sennye ga sefete molomo. O ba itsisetse gape fa puso e santse e seka seka ka seemo sa leuba mo dikgaolong tsotlhe tse di katswang di a megile gore ba bone gore b aka thusa ka tsela e e ntseng jang. O boletes fa etlaare mo bo gaufing go baakanngwe lebante le le rwalang nama kwa matlhabelong a Maun a re seo seka dira gore ba oketse palo ya dikgomo tsedi tlhabiwang ka letsatsi ka a re lone le dirisa motlakase gona le go rwala batho ka mmele a re go bonya.BOKHUTLO society 9 Balemi ga ba kgatlhegele ditshupo Mogolwane mo lephateng le le itebagantseng le go rotloetsa theko le thekiso ya di-tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Emang Orapeleng a re o ngomolwa pelo ke dipalo tse di boutsana tsa balemi-barui ba ba kgatlhegelang ditshupo tsa kgaolo tsa temo-thuo. Mme Orapeleng o ntshitse matshwenyego a fa a buisana le BOPA morago ga ditshupo tsa temo-thuo tse di neng di tshwerwe ka mafelo a beke e e fetileng kwa Francistown Horticultural Grounds. O tlhalositse gore le mororo kgaolo eo e le nngwe ya dikgaolo tse di tumileng ka go ikaega ka temo-thuo, ke balemi-barui ba le lesome le boraro fela ba ba neng ba supile kgatlhego mo ditshupong tseo. Mme Orapeleng o tlhalositse fa palo e, e le kwa tlase go na le jaaka go ne go solofetswe, ka jaana dipula e ne e le tse di namagadi lefatshe ka bophara. O supa fa a sa tlhaloganye gore matsapa e ka tswa e le eng go bo balemi-barui ba sa kgatlhegele go tsenelela ditshupo. O supile fa ba lekile ka bojotlhe go dira mo go tlhokegang go ngoka balemi-barui go tsaya karolo mo ditshupong mme ba ba swabisa. Mme Orapeleng o tlhalositse fa balemi-barui ba ba lesome le boraro bao ba kgonne go dira dipoelo tsa P5 736 mo dithotong tse di farologanyeng. A re ba aga ba tshwara ditshupo tse morago ga dikgwedi tse tharo ka maikaelelo a go rotloetsa balemi-barui go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo, ka jaana go setse go itshupile gore e ka nna le seabe se segolo go fetola matshelo a bone le go tswakanya itsholelo ya lefatshe. O tlhalosa fa ditshupo tse di thusa balemi-barui go phunyeletsa mmaraka wa dithoto tsa bone mono gae le kwa ntle. “Ditshupo tse gape di fa balemi- barui sebaka sa go kopana ka bobone go abelana maele le dikitso tsa temo-thuo gore kgabagare ba ntshe dijo tse di lekaneng e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka go re go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo go ka ba fa sebaka go phadisanya le balemi-barui ba mafatshe a sele. Mme Orapeleng o supile fa ba ka seke ba kgobege marapo mo maikaelelong a bone e bile ba tlaa tswelela ba ruta ba bo ba lemotsha balemi-barui botlhokwa jwa go supa di-tsa temo-thuo. Mongwe wa balemi, Rre Keakantsemang Danaye, yo o lemang merogo kwa masimong a Matenge, o supile fa ditshupo tseo di mo file sebaka go ka kwatabolotsa thuto mo baleming ka ene, a re seo se tlaa mo thusa go godisa kitso ya gagwe ya temo ya merogo. A re le fa tshologelo e ne e le kwa tlase, o kgonne go bona bareki. Rre Danaye o kopile gore mo isagong balemi-barui ba akarediwe mo go baakanyetseng ditshupo. A re seo se ka thusa go dira ipapatso e e nonofileng go ngoka balemi-barui ba bangwe go supa di-tsa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 D’kar lefatshe la beng - Sixpence Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Galetlhaole Sixpence e rile ka Labobedi a tlhalosetsa morafe wa D’kar fa puso e ka seka ya aga sepe mo lefatsheng le e seng la yone e sa neelwa mokwalo o o e fang dithata tsa tiriso lefatshe ka fa molaong Fa a bua mo phuthegong e a neng a e biditse, o ne a re pele ga ba dira ditlhabololo dipe kwa D’kar, ba tshwanetse ba bo ba na le mokwalo o o ba fang dithata tsa tiriso lefatshe fela jaaka fa ba ne ba aga sekole, kokelwana le kgotla, a tlhalosa gore ba sale ba kopile mokwalo wa dithata tsa lefatshe, nako kgolo ke eno. A re ba ne ba neilwe lekwalo fela le le thomamisang gore kereke e ba letlelele go aga mo lefatsheng la bone e seng mokwalo o o ba fang dithata tsa tiriso lefatshe. A re ke sone se kago ya koporase e santseng e pala. Rre Sixpence o ne a ba solofetsa gore koporase e tlaa agwa ka madi a tlhabololo dikgaolo, mme e bile a teng, ba emetse fela tharabololo ya dikgang tsa lefatshe, a tlatsa ka go re komponi e e tlaa dirang kago eo e setse e neetswe tiro. Modulasetilo wa khansele o ne a tlhalosetsa morafe gore matlo a a agelwang ba ba tlhokileng lesego a a neng a neetswe motse wa bone a feletse a fetisediwa kwa metseng e mengwe ka puso e sena dithata tsa tiriso ya lefatshe koo. Le fa go ntse jalo, Rre Sixpence o tlhalositse fa a tlaa rwala ditlhako go kopana le lekgotla la kereke go buisana ka dikgang tsa lefatshe, a tlatsa ka go re ba tswa kgakala ba buisana le kereke mme go se nko e tswang lemina, jaaonong nako e tsile ya gore kereke e itse maikutlo a morafe go tswa mo morafeng ka sebele. O ne a ba gakolola gore ga ba a tswanela go ithontsha tshwanelo e ba e filweng ke molao-motheo ya go tlhopha, a re morafe wa D’kar o tshwnetse go isa mmueledi wa one kwa khanseleng, mme seo se ka diragala fela ka tlhopho. Rre Sixpence o ne supa gore tlhaelo ya metsi kwa motseng oo e tlaa rarabololwa ka Rre Johane Thiite le ba a dirang le bone ba le mo lenaneong la go gokela didiba tsa D’kar. Rre Sixpence o ne a akgela mo mafokong a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Freddy Morris a go re morafe o na le kakanyo ya go tlhoka go tlhopha ka ditlhabololo di ise di goroge kwa go bone. Rre Morris o tlhalositse gore gangwe le gape ba rontshiwa ditlhabololo ka seipato sa gore lefatshe la D’kar ke la kereke ya Dutch. A re puso, khansele le lekgotla le le tsamaising kereke eo, ba tswa kgakala ba palelwa ke go tla ka tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa D’kar, a re se, se ba beile ka fa mosing mo jaanong ba nang le kakanyo ya go tlhoka go tlhopha, a gatelela gore mafoko a go ngala ditlhopho ke a morafe. Rre Morris o supile gore madi a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi le one ga ba a a kole ka ntata ya dikgang tsa gore lefatshe ke la kereke. Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa fa tlhaelo ya metsi e le selelo le khuranyo ya meno mo motseng oo. Le fa go ntse jalo, mongwe wa baagi ba D’kar, Rre Lofa Soso o ne a supa fa ba sa itse sepe ka mafoko a go emisa go tlhopha, a supa fa mafoko ao a swabisa. Monni yo mongwe, Rre Isaac Saulo ene o ne supa fa kgang ya go tlhopha e tlhagogile mo bokopanong jo ba neng ba bo tshwere le modiri mo ofising ya boipelego. “Mme mongwe ka ntlha ya kutlobotlhoko o ne tswa ka kgang e, a supa gore ga go na mosola wa go tlhopho ka re rontshiwa ditlhabololo,” a tlhalosa Molaodi wa kgaolo-potlana ya Ghanzi Botlhaba, Rre Patrick Tlotleng le ene o ne a gakolola morafe ka tshwanelo ya go tlhopha, a re ba tswanetse go rarabolola kgang ya lefatshe ka maikutlo a a iketlileng, a re molemo wa kgang ke go buiwa. Mo mafokong a malebo, mokhanselara wa dipolase tsa bokoni botlhaba kwa D’kar a welang teng, Mme Nana Mothibi o ne a re dikgang tsa ditlhabololo tsa D’kar di tswa kgakala, a tlatsa gore ntswa D’kar a tsewa jaaka polase, dipalo tsa batho koo di kwa godimo, e bile ba tshwanetswe ke ditlhabololo jaaka Motswana mongwe le mongwe. Fa a tsibogela matshwenyego a ga Mme Xixlae Xlao le Qose Thamku a gore ba sale ba segetse bana ba sekole paka ya sekole ka Hirikgong mme khansele ga e ise a ba duele, ka gore ga twe ba ne ba sa tlatsa pampiri ya dituelo sentle. Mokwaledi wa kgansele ya Ghanzi, Rre Dick Kalantle o kopile bodiri jwa khansele go duela ka nako go ya ka fa lephata le itlamileng ka teng. Rre Kalantle o ne a laele gore bobedi joo bo duelwe, a re fa pampiri e sa tladiwa sentle, ba tshwanetse go thusiwa gore ba e tlatse sentle e seng go nna ba sa bduelwe. Kwa bofelong Rre Sixpence o ne a gakolola morafe gore puso e na le lenaneo la go hirisa dikago tsa morafe go fa bodiredi matlo le go dira diofisi, ka jalo a kopa morafe go baakanya dikago tsa bone tse ba sa di diriseng gore ba nne le sebaka sa go akola lenaneo leo.. politics 7 Molaodi o batla kgaisano ya borabontle Molaodi wa Ghanzi Rre Loeto Porati, a re nako e tsile ya gore go simolodisiwe kgaisano ya borabontle ba dikgaolo fela jaaka go na le bommabontle ba dikgaolo. O buile se ko mabaleng a ditshupo tsa Ghanzi fa a simolodisa semmuso letsatsi la ngwao le rulagantswe ke mmabontle wa dikgaolo Matshediso Gadifele. A re se se botlhokwa ka rabontle o ka thusana le mmabontle go diragatsa ditiro tse ba di filweng gore ba di dire ka pele le gore ba bonala mo setshabeng. A re o lebogela go bo mmabontle a tsile ka mogopolo wa go tsosolosa ngwao. Rre Porati a re go botlhokwa go kopanela go rotloetsa ngwao. A re moletlo o o diretswe gore mmabontle yo o fentseng e bile a tswa mo kgaolong ya Ghanzi ko motseng wa D’kar, Mme Matshidiso Gadifele a kgobokanye madi go oketsa a a a filweng go simolodisa tiro ya gagwe. Rre Porati o rotloeditse banaleseabe botlhe ba ba amegang mo go baakanyetseng tiro ya mmabontle go nna ba dira jalo ka nako go itsa gore e re a sena go fenya a bo a tla go nna lebaka le le leele a sa dire sepe gotwe o sa ntse a baakanyediwa. O gwetlhile morafe wa Ghanzi go dirisa kana go tsenya letsogo mo tirong ya ga mmabontle fa a sena go fenya ka ba a bo ba filwe di ditiro gore ba di dire mme ba ka di kgona fela fa go na le tshwaragano ya morafe. Rre Porati a re nako e tsile ya gore bo Mmabontle ba bodirelapuso le ba dikgaolo ba tshwaraganele go dira ditiro ka ba a bo ba tshwere maemo a a tshwanang mme ba ka thusana ka maele a gore ditiro tsa bone di atlege ba botlhe. E rile a ntsha la gagwe, mmabontle wa dikgaolo, Matshedi Gadifele a re o gwetlhilwe ke go bona o ka re boleng jwa ngwao bo ya ko tlase mme se sa mo gwetlha gore a rulaganye letsatsi le tshwana le le go tsosolosa le go rotloetsa ditsangwao. O kopile Batswana go tlhopha se ba se jang mme ba boele ko dijong tsa setso, mme ba emise go ja dijo tse di tletseng mafura gape ba sale ditaelo tsa botsogo morago ka se se botlhokwa mo botsogong jwa bone. O rotloeditse botsadi go ruta bana ngwao segolo jang tsa puo le mmino ka o setso o fetoga o tshwakanngwa le wa mafatshe a sele mme se se o diga boleng. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o lela ka letlhoko la metsi Kgosi ya Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Sekelere Kgope a re seemo sa letlhoko la metsi se se apereng motse wa gagwe ga se mo jese diwelang. Kgosi Kgope a re malatsi a kgona go feta a le mane ba ise ba bone le fa e le thothi. O kaile fa letlhoko la metsi le ama banni ba gagwe segolo jang bana ba sekole ka ba sa tsene dithuto tsa bone sentle ka ba felela ba busediwa kwa malwapeng. Kgosi Kgope o ne a tswelela ka go supa fa letlhoko la metsi le ama gape le dikgwebo tsa banana tsa mananeo a a thusitsweng ka madi ke puso le a nyeletso lehuma, jaaka la kapeo ya borotho ka ba kgona go tlodisa letsatsi ba sa apaya ntateng ya letlhoko la metsi. E rile a ama tse dingwe, a kaya fa a akgolela puso go bo e tlhapholotse letsogo go thusa banni ba motse wa gagwe ka mananeo a tshwana le la go roka, madirelo a go apaya borotho ga mmogo le go fiwa dikgomo le dipodi. O kaile fa se se thusa banana go itshetsa gona le go kaila mo motseng ba sa dire sepe. Kgosi Kgope o kaile gape fa a tshwenngwa ke maitsholo a banana mo motseng a re banana ba motse wa gagwe ba dirisa diritibatsi le nnotagi mo go feteletseng mme se, se dire gore ba dire ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka go thuba marekisetso a dijo le go gobatsana. O ne a tswelela a re o ngomolwa pelo ke bana ba ba tswang mo sekoleng ntateng ya boimana ba ya go nna kwa merakeng le batsadi ba bone le ntswa ba le dingwaga tse di kwa tlase. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Rre Kadisa Balufi o supile fa a akgola lenaneo la Ipelegeng ka le ba thusa fela thata mo motseng go fokotsa letlhoko la ditiro le gone go tlhabolola motse. O ne a tswelela a supa fa puso e thusa banana ba motse ka botswapelo ka mananeo a nyeletso lehuma le ntswa a tla ka boutsana. society 9 Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe Ere ntswa legato la ntlha la go thusa ka dijo, go imolola ba ba amegileng mo manokonokong a mogare wa corona le ya motsubong, banni ba Mahatlhe, kwa kgaolo potlana ya Molepolole/Ntsweletau, ba lela gore ba ise ba sekasekwe. Mo potsolotsong le ba BOPA Motsheganong a le 16, Kgosi Tlhabologang Hube wa motse wa Sojwe, o ne a tlhaba mokgosi, a supa fa banni bao ba babaletswe ke tlala, go supahala fa thulaganyo ya go ba sekaseka e saletse morago. “Re tshwenngwa ke gore ntswa re itemogela diemo tse di thata mo kgaolong eno, ga re kgone go nna le tekodiso ya ba boipelego, ka se e ka tswang e le bothata,” ga tlhalosa kgosi Hube Bangwe ba banni ba kgaolo eo, ba re ba kgaphetshwe kwa ntle ke thulaganyo ya go tlamela batho ka dijo tsa letlole la COVID-19. Ba re fa gona le mongwe yo o setseng a le mo lenanenong la puso jaaka la masiela kana bagodi, ga ba thusiwe le mororo ba kgobokanye golo go le gongwe, dipalo tsa batho di oketsegile. Mme Maria Selelakgama yo o nang le masea a mabedi e bile a itsholofetse, ke mongwe wa bao ba reng ga ba thusiwa ka mabaka a gore mmaagwe o a phaka ntswa seemo se le maswe. Mme Dingalo Sepae le ba lapa la gagwe ba ka nna lesome, le baagisanyi ka ene ke bangwe ba ba iseng ba sekasekwe. A re ba tlhobaediwa ke gore ga gona le ha e le mokgwasa ope ka se se bakileng tiego e kalo le mororo ba babaletswe thata ke tlala. Mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane, a re komiti e e lebanyeng ga e ise e ba lekodise se, ka jalo ba ne ba ne ba sena kitso ka go salela morago ga tshekatsheko ya malapa mangwe ba masimo a Mahatlhe. A re ke gone a neng a tlhalosediwa fa bontlha bongwe bo direlwa, ka jalo a tshephisa fa ba tsibogetse seemo seo. O ne a tshepisa fa banni bao tlaa bona thuso go simolola Motsheganong 18. Rre Kgabanyane a re ntswa thulaganyo ya dithuso tsa COVID-19 e sa akaretsa malwapa a a thusiwang ka dijo tsa botlhoki le bana ba dikhutsana, seemo se kgona go fetoga, go lebilwe mabaka mangwe jaaka palo e e mo lwapeng ka nako ya tshekatsheko. A re tshekatsheko e direlwa gore ba kgone go tlhaloganya diemo tse di farologanang mo malwapeng a a thusiwang. society 9 Ga ba kgatlhegele mananeo Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso o supile fa a sa itumelele go sa diriseng mananaeo a nyeletso lehuma ke banni ba motse wa Kweneng, mo go ka ba thusang go itshetsa. Tona yo e bile e le mopalamente wa Mahalapye botlhaba, o supile se fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa motsaneng wa Kweneng mo kgaolong ya Kweneng-Botlhaba. O itemogetse fa banni ba Kweneng basa dirise mananeo morago gago lemoga fa dipalo tsa baba thusitsweng ka mananeo di le ko tlase, ebile le mananeo a mangwe go lebega asa kgatlhegelwe. O ne a bolela fa maikaelelo a puso ele go leka bojotlhe ja go ntsha batho ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo kwa morago, jalo a kopa sechaba go dirisanya le puso ka go iketleeletsa go tsaya mananeo. Mme Tshireletso o ne a gakolola sechaba gore ba batlisise bokgoni ja bone abo ba kope puso goba thusa go itlhamelo dikgwebo battle ba kgone go itshetsha. O gakolotse Sechaba go emisa go ipolelela fa ele batlhoki ka baabo bana le bokgoni ja go ka itirela, are motlhoki ke motho yoo sa kgoneng go itirela sepe gotlhelele, aa fa sekai ka baba nang le bogole. Nngwe ya mananeo a gone go supagala fa banni ba Kweneng ba a ikopetse ka bontsi mme go lebega basa kgone go atlega, ke lenaneo la dipodi, le tona Tshireletso ane a tlhasosa gore, jaaka gotwe dipodi di thata go bonala mo motseng wa bone jaana, puso e itlamile go thusa ka go di batla kwa metseng ee mabapi babo ba di tlisediwa, are banni ba seka ba itshwenyega ka gore baa di ipatlela. Tona o gakolotse banni gape gore ga go supe maikarabelo gore motho a fiwe lenaneo gotwe a itshetse abo a le kgathologa. Mangwe a mananeo a ne tona a supa fa asa dirwe mme a ka kgonega ko kgaolong ya Kweneng, ke la go suga matlalo, go lema lab-lab, go sega bojang , go rua mebutla le go bopa dikngwana, tse tsotlhe di ka busetsang mogwebi, ka otlaa bo adi rekisa. E rile a fa tekodiso ka tswelelopele ya komiti ya tlhabololo magae,modulasetilo mme Obusitswe Khama a supa fa kwa sekolong sa bone sese botlana, go simolotswe dithuto tsa bana baba kwa tlase baba iseng ba e go bala lekwalo la ntlha, (pre-school). O Tlhalositse fa thulaganyo e e simolodisitswe ke mongwe wa banana mo motseng yoo tswang go ithutuntshong yago ruta bana baba kwa tlase. Mo lenaneong la go boela sekolong, go supilwe fa bana ba robabobedi ele bone ba thusitsweng . O tshwaetse gape fa bana le bana baba kgonneng go fetela kwa dikolong tsa ithutelo tiro, jaaka GIPS le ABM. Mongwe wa banana mo motseng Beauty Ramosweuo supile fa banana ka bontsi mo motseng wa bone baba feditseng mophato wa boraro le botlhano, basa neelwa ditlankana tsa sekolo ke bagokgo ba dikolo tse ba feditseng kogo bone, a tlhalosa fa se seba kganela goka ikopela diphatlha go atolosa dithuto ba ikoketsa, kgotsa go batla mebereko. E rile a tshwaela mogo tsa thuto, mogolwane mo lephateng la thuto mo Kweneng Mme Rosalinda Serumola, a tlhalosa fa go sena ngwana ope yoo tshwanetseng gosa neelwa setlankana ka mabaka a go tlhoka go duela dibuka tse di latlhileng tsa sekolo. O suplie gape fa batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore ba busetsa bana ba bone sekolong fa bane ba eme mo tseleng ka mabaka a tshwana le a boimana, a supa a itemogetse fa batsadi basa dire jalo. Mme Serumola o gakolotse gape gore banana ba ka ikgolaganya le go ikoketsa kgotsa ba atolosa dithuto tsa bone kwa BOCODOL. Tona Tshireletso one a kopa batsadi go lemotsha bana botlhokwa ja thuto, a tshwaela gore, mo lenaneong la lefatshe la go thusa bana ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo go tsweledisa dithuto (Affirmative action), bale makgolo aka tshwara borobabobedi ba kgonne go fetela ko dikolong tsa ithutelo ditiro. O supile fa baba fetetseng ko dikolong tse dikgolwane tsa tiro ya diatla bone ba tshwara makgolo a matlhano. Tona o tlhalositse gape fa bana ba ba fiwa tshono yago fetela ko dikolong tse ka maduo a mophato wa botlhano a magare ga 28 points le 32 points. Tona Tshireletso o kopile banni ba Kweneng go emisa go rekisa ditsha tsa bone le masimo are ke go rontsha bana ba bone boswa jo bo tlhwatlhwa e Kgolo. O ne a laela modiredi wa tsa tokafatsa matshelo a batho rre Setlhomo Rankwae, go golagana le ba lephata la kabo ditsha go hema thekiso ya ditsha le ditshimo. O laetse banni fa matswheneygo le dikopo tsa bone di utlwetse batla leka go di diragatsa, a kopa bodiredi go dirisanya le banni sentle, a kopa Sechaba go utlwelana botlhoko bogolo jang baba sa kgoneng go itirela le bana le bogole. society 9 Dipalo tsa boimana di a gola kwa Takatokwane Boimana jwa banana ba ba dingwaga tse di lesome le bone go ya ko go tse di lesome le boferabobedi, bo tsweletse ka go golela pele kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. Se se boletswe ke mooki yo o direlang kwa Takatokwane, Rre Abdenico Kenabatho mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya boipelego ka maikaelelo a go amogana le baithuti ba sekolo se segolwane sa Mahupu ka ditlamelo tse ba ka di fitlhelang mo lephateng leo le bodiphatsa jwa go ikamanya le ditiro tsa botlhokatsebe ba sale babotlana. Rre Kenabatho o boletse fa ba itemogela dipalo tse di golelang pele tsa banana ba dingwaga tse di ko tlase ba ba iphitlhelang ba amega mo go imeng,seemo se se a supang se thobaetsa fela thata ka mebele ya bone e ise e lekane go rwala ngwana, ebile ba ise ba nne le boikarabelo jwa go ka nna batsadi. A re go ima ga banana go supa fa ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletse mme se se ba tsenya gape mo bodiphatseng jwa go tsenwa ke mogare wa HIV. A re dipalo di supa fa banana e le bone ba amegang ka bontsi mo go iphitlheleng ba na le malwetsi a tlhakanelo dikobo le mogare wa HIV,mme a ba kaela fa go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba sa le babotlana go ba senyetsa bokamoso. A re le ntswa lephata la botsogo le leka ka bojotlhe go tsibosa banana ba bodiphatsa jwa malwetsi a a farloganyeng,go lebega ba sa tsee se tsia ka e le bone ba amegang thata mo boimaneng mme a ba gakolola go tlhaloganya fa go le mo maruding a bone go itirela bokamaoso jo bo phepha,ka go tsaya ditshwetso tse di maleba. O boletse fa sebe sa phiri e le gore seabe sa batsadi mo kgodisong ya bana se a tlhaela ke ka moo bana ba iphitlhelang ba wetse ka lemena,mme a ikuela mo batsading le setshaba ka kakaretso go nna le seabe mo go sireletseng bana ka e le bone bagogi ba lefatshe leno ba ka moso. O ne a gakolola setshaba go dirisa ditlamelo tsa botsogo le go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone gammogo le jwa bana ka go tsibogela dikai tsa malwetsi a a itshupang mo mebeleng ya bone gore ba thusiwe nako e sale teng go na le go emela gore bolwetsi bo gakale. O ne gape a gatelela botlhokwa jwa go dirisa lenaneo la PMTCT le le thibelang mogare go tswa go mmangwana go ya leseeng.A re ntswa puso e thamile mananeo a tshwana le ebile Batswana ba le akola mahala, go ngomola pelo go bona go na le masea a a tsholwang a na le mogare wa HIV. BOKHUTLO education 4 Ngwana ke kgomo ya motlhakanelwa Batsadi ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go supa puso ka monwana fa ba bona maduo a bana a thuto a ile kwa tlase. Mogolwane wa tsa ditlhaeletsanyo (Botswana Telecommunication Corporation) Rre Gabalemogwe Rankgate a re o buile jalo ka Labotlhano kwa sekoleng se segolwane sa Sefhare kwa moletlong wa go abela bana dimpho tsa thotloetso ya go ntsha maduo. A re mongwe le mongwe o tshwanetse a ipotsa gore ene seabe sa gagwe mo thutong ya ngwana wa gagwe ke eng le gore ene mo thutong ya lefatshe, o tsere karolo efe go tokafatsa maduo a thuto. A re mo nakong eno, mongwe le mongwe o tshwanetse go ititaya ka thupana mo thotloetsong ya thuto, ka gore lefatshe leno le mo phadisanyong ya mafatshefatshe ya thutego le ditlhabololo. Rre Rankgate a re go botlhokwa gore motsadi mongwe le mongwe a nne a etela kwa sekoleng se ngwana wa gagwe a tsenang kwa go sone, a ye go bona maduo a ngwana ka gore go ka mo thusa gore a kgone go buisana le morutabana ka bothata jo bo ka tswang bo kgoreletsa ngwana gore a dire sentle mo sekoleng. Rre Rankgate o lebogetse go bona batsadi ba tsile ka makatlanamane kwa tirong ya bana ya sekole. A re gantsi batsadi ba itlhokomolosa bana, mo go felelang go kgoba le bone bartutabana marapo. E rile a bua le bana, a re thuto ke teemane e e ka isang bana kwa botshelong jo bontle, ka jalo ba tshwanetse ba e tsaya ka tlhoafalo. A re ngwana yo o tshamekang a sa ithute ka tlhoafalo a itse gore o tlaa roba se a se jwetseng. A re fa ngwana a itira tsebe se utlwe fa go buiwa le ene ka thuto, kana a diiwa ke go nwa bojalwa, ba bangwe ba ile sekoleng, maduo a gagwe a ya go koafala fela thata. Mogokgo wa sekole seo, Rre Bauni Phuthego o ne a bolela gore sekole sa bone se na le bana ba le bantsi, mme bothata ke letlhoko la didirisiwa. A re le fa ba leka go bona gore ba ka dira jang gore dinne teng, go santse go le thatanyana. O ne a bolela gore sekole sa bone se tsere 46,6 per cent mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang. Se sengwe se se tshwenyang mo sekoleng seo ke go tlhoka tsebe ga bana ba basimane. A re o solofela gore ba tlaa fetola seemo seo ka tshwaragano le batsadi. Modulasitilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Tekolo Gosego a re bone e le ba komiti, ba tshwenngwa ke gore bana mo sekoleng sa bone gantsi ba palelwa thata ke thuto ya Setswana, mme ga ba itse gore mathata ke eng. A re ba santse ba leka go tlhotlhomisa go bona gore matsapa di a tsaya kae. education 4 Tshwaragano e ka tsisa tswelelopele Mogokaganyi wa nyeletso lehuma, Mme Khutsafalo Mogotsi o rotloeditse botlhe ba ba amogetseng dithuso go tshwaragana gore ba kgone go tswelela pele. Fa a bua kwa letsatsing la bagwebi ba nyeletso lehuma bosheng, Mme Mogotsi o tlhalositse fa go tshwaragana ga ba ba amuleng lenaneo go ka ba thusa go godisa dikgwebo tsa bone. A re go amogana dikgakololo ka tsa kgwebo ga bagwebi go ka ntsha maduo a a sa kgoneng go ntshiwa ke motho a le esi. Mme Mogotsi a re Batswana ba tshwanetse go itse fa lenaneo e se la puso e le la bone, ka jalo ba tlamega go tsaya karolo. A re bangwe ba tsaya lenaneo mme ba seke ba tlhokomele tse ba di filweng kana go ikgodisa ba emetse puso gore e ba thuse ka sengwe le sengwe. O tlhalositse fa lenaneo le thusa botlhe mme ba ba sa kgoneng ba tshwanetse go tsaya malebela le go kopa dithuso mo go ba ba kgonneng gore ba kgone go itirela. Mme Mogotsi a re ba dikgwebo di tshwana le tsa borotho, dikoko le mae ba ka tshwaragana mme ba ikopanya le dikole gore ba kgone go ba rekisetsa dijo tsa bone ka lenaneo la go ja sentle le simolotse mo dikoleng tse dipotlana. A re Batswana ba tshwanetse go itirela ka diatla gore ba akole maduo sentle. Mogakolodi wa tsa kgwebo mo lekalaneng la Local Enterprise Authority Mme Lentletse Mathiba o rotloeditse bagwebi go ikgolaganya le bone ka tsa kgwebo gore ba ba thuse go di tokafatsa. A re bontsi jwa Batswana bo nna maoto a tshupa fa ba tshwanetse go etela diofisi ka ba dumela mo go utlweng ka ba bangwe. Mme Mathiba a re go molemo go nna le dibukana tsa madi gore bagwebi ba itse fa kgwebo e dira dipoelo kgotsa e wela tlase. A re boitsholo jwa mogwebi le bahiriwa le jone bo na le karolo mo go tysamaiseng kgwebo. O kgothaditse ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma go boloka madi a bone gore kgwebo e gole. Moemedi wa First National Bank Botswana Rre Lefika Ramooka o kopile bagwebi go kwadisa dikgebo tsa bone ka fa tshwanelong gore ba tle ba kgone go akola dithuso tsa banka. A re polokelo ya bone e fa bagwebi dithuto ka go boloka madi ba sa ba duedise ka ba ba eleletsa tse dintle. Rre Ramooka a re go boloka madi go botlhokwa ka a kgona go dirisiwa fa kgwebo e aperwe ke dikgwetlho. O rotloeditse bagwebi botlhe go ema ka dinao go boloka madi a dikgwebo mme e bile ba sa a kopanye le a ba itebogang ka one ka ba ka seke ba kgone go a laola. Mme Masego Mooketsi, yo o amuleng lenaneo le ka 2013 mme a setse a bone dipoelo tsa lone, o rotloeditse Batswana ba bangwe go le dirisa. A re borotho jwa gagwe bo mo thusitse go reka dikoloi tse pedi, go tsenya bana dikole le lone lenyalo tota. O tlhalositse fa e le mongwe wa ba ba fang sekole se sebotlana sa Seingwaeng borotho mme e bile a tsweletse ka go dira bontle. Mme Mooketsi a re o eletsa go ipona a phadisana le mabentlele a matona jaaka Choppies le Spar mo dinakong tse di tlang mme o dumela a le mo tseleng e e siameng. O rotloeditse bangwe ka ene gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka go rekisa dilwana tsa bone ka bopelotelele. society 9 Kavari o itshetsa ka go rua Kgalagadi ke nngwe ya dikgaolo tsa Botswana tse di atlegileng thata mo go tsa thuo ya leruo. Banni ba kgaolo e le bone ga ba ipone tsapa ka go dirisa tshono e, ebile bontsi bo itshetsa ka go rua mme mongwe wa bone ke Mme Justinah Kavari wa motse wa Omaweneno. Mo potsolotsong le ba lekalana la BOPA bosheng, Mme Kavari a re fela jaaka ngwana wa Motswana o goletse mo lelwapeng la temo-thuo. O tlhalositse fa a sale a simolola go disa leruo la batsadi ba gagwe nako ya fa a le mmotlana. O supile fa a ne a rata go ya morakeng ka mafelo a beke mangwe le mangwe nako ya fa a tsena sekole. E ne ya re ka ngwaga wa 2006 o ne a tlelwa ke mogopolo wa go batla go simolola se a ka itshetsang ka sone ene le bana ba gagwe. O ne a tsaya kgato a ya go ya go kopa thuso kwa go ba LIMID morago ga gore mongwe wa banni ba motse wa gagwe a mmolelele ka lenaneo le. “Ka lesego kopo yame e ne ya atlega, e ne ya re morago ka fiwa dipodi di le masome a mararo, tse masome a mabedi le boferabongwe e le tse dinamagadi le e tona e le nngwe”, Kavari a tlhalosa. O ne a tswelela a re se se dirileng gore a tlhophe kgwebo ya go rua dipodi ke gore thuo ya tsone ke yone fela e a e kgonang botoka ka gape podi e le seruiwa se se bonolo go ka se disa. Kavari a re morago ga go fiwa dipodi o ne a go di agela lesaka go bapa le kwa a neng a di kopetse metsi teng. Lebaka e le gore dipodi tsa gagwe di seka tsa tsamaya sekgala fa di ya go nosiwa. O supile fa e ne e le ene a di disang leruo la gagwe gape o ne a tsamaya le tsone kwa nageng ka gore o ne a batla gore di tlwaele bodulo jwa tsone jo bo ntsha. Le fa go ntse jalo a re e rile morago ya fa di sena go tlwaela o ne a kgona a di tlogele le bana ba gagwe fa a ya go di batlela melemo le dijo. E ne ya re morago ga dingwaga di le mmalwa ke fa dipodi tsa gagwe di setse di oketsegile fela thata ka o ne a di fa tlhokomelo ya maemo a ntlha. Ka se ne ele sone fela se a neng a se dirisa go itshetsa a re ka o ne a setse o na le ntlo, o ne a rekisa dipodi tse dingwe gore a tle a kgone go gokelela ntlo ya gagwe motlakase. O supile fa maikaelelo a gagwe a go intsha mo lehumeng a ne a atlega ka ebile gompieno o kgona rekela ba lelwapa la gagwe dijo, o duela metsi, o reka motlakase gape o duelela bana ba gagwe sekole. A re le ntswa ngwaga wa 2013 go ne go le leuba, o ne a latlhegelwa ke dipodi di le dintsi mme a sala ka di le lesome le botlhano. Ka e le morui wa popota o ne a seka a kgobiwa marapo ke se, o ne a tlhokomela tse di setseng mme gompieno seemo se botoka e bile di a oketsega gape. Mme Kavari a re tiro e ya go rua o e rutile bana ba gagwe gore le bone e re fa ba gola ba kgone go itshetsa ka thuo ka ebile fa le tlhokomelwa sentle le le bogadi bo gaufi. O supile fa go ruta bana dilo tse dingwe jaaka go rua go le molemo fela thata ka ebile go ka ba kgapha mo dilo tse di sa siamang jaaka go utswa. O supile fa gompieno bogodu jwa leruo bo ile magoletsa mme se se diriwa ke gore bana ga ba rutiwe go ikgapha mo dilong tse dingwe jaaka bogodu. Morago bana ba felele ba tletse ka di kgolegelo ka nthate ya se. O ne a re o gwetlha Batswana gore ba tseye thuo ya leruo ka tlhwaafalo ka e ka ba sologela molemo fela thata. O tsweletse a re gape barui ba nne ba rekisa leruo la bone fa ba bona le le lentsi thata gore ba tle ba kgone go itshetsa ka lone. O kopile barui gore ba tlhokomele leruo la bone gape ba le disetse kwa ntle ga motse gore leruo le fokotsege mo motseng. O supile fa leruo le senya mo malwapeng e bile le kgona le go baka dikotsi. O ne a tlhalosa fa a itumelela maiteko a puso a go ba ntsha mo leubeng ka ebile a ba thusa fela thata go tlhabolola matshelo a bone. O ne a rotloetsa batho gore ba tseye mananeo a, ka tlhwaafalo ba seka ka tshamekisa lesego le ba le filweng. O tsweletse a rotloetsa Batswana gore ba seka ba tshaba go ya go kopa dithuso ka mananeo a, a diretswe bone. economy_business_and_finance 3 BALA e lekola Gumare Mogolwane wa lekgotla la Botswana Association of Local Authority, BALA a re makhanselara ke baemedi ba setshaba mme e bile ba tshwanetse go isa ditlhabololo kwa bathong. Fa a bua mo loetong la lekgotla go lekola banni ba Gumare ka ditlamelo tse ba di bonang mo khanseleng ya koo, Rre Moemedi Tsimanyane o tlhalositse gore khansele ke lekgotla la puso le le emetseng go bona gore setshaba se akola ditlhabololo mme se ka di akola fela fa makhanselara ba se lekola gangwe le gape go utlwa maikutlo a bone. A re ka Botswana e le leloko la United Nations le tlamiwa ke dintlha tse lekgotla leo le di ipeetseng di akaretsa gore e re ka ngwaga wa 2015 mafatshe a bo a tokafaditse matshelo a batho ka go nyeletsa tlala, botlhoki le khumanego gammogo le go bona gore dithuto tse di kwa tlase di akolwa ke botlhe. O tsweletse a re se sengwe gape ke gore go nne le tekatekano ya bong, le phokotsego ya dintsho tsa masea a a belegwang gammogo le tsa bomme ntateng ya pelegi. E rile banni ba akgela, ba ntsha matshwenyego a bone ka ditirelo tse di farologaneng di akaretsa mosuke wa sepatela gammogo le go tlhoka melemo teng, go ema mo meleng e meleele ba emetse dithuso kwa sepateleng, go tlhoka go rekisa leruo ka ntlha ya bolwetsi jwa tlhako le molomo mo go dirileng gore leruo la bone le ntsifala thata gammogo le go rutwa ka mananeo a nyeletso lehuma gareng ga tse dingwe Rre Mosobotwane Tuelo ene a re o ngongoregela dituelo tse di kwa godimo tsa metsi le gore ba lephata la metsi ga ba ba thuse fa ba isa dingongora tsa bone kwa go bone. O boletse gore makhanselara ga a ke a tsenelela diphuthego tsa motse. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Moitshepi Molwelwa a tlhalosa fa lekgotla la BALA le itebagantse le tsamaiso le diphetogo tsa dikhansele, ditiro tsa makhanselara le ditirelo tse ba tshwanetseng go di isa kwa bathong gammogo le boitshwaro jwa makhanselara.BOKHUTLO politics 7 Ba motse wa Topisi ba ipelela letlhafula Ngwao ya go isa thobo ya ntlha kwa kgosing ke nngwe ya tse di nyeletseng mo ngwaong ya Setswana. Ba motse wa Topisi e rile bosheng ba ikgata motlhala go tsosolosa ngwao eo, ka go isa thobo ya bone kwa kgotleng fa pele ga kgosi ya bone Kgosi Kgomotso Boiditswe. Fa a ba leboga, Kgosi Boiditswe o supile fa a lebogetse maiteko a morafe wa gagwe ka go tsosolosa ngwao. A re, go bo ba tsere legato la ntlha, ke selo se se tona fela thata, a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga ka nako ya thobo motse wa Topisi o tsile go tshwara tiro e mo kgotleng. Kgosi Boiditswe a re, o lebogetse botlhe ba ba tsereng karolo mo temong mono ngwaga, a rotloetsa borre go ititaya ka thupana gore ba seka ba gaisiwa ke bomme. A re, morafe wa gagwe o tsebe ntlha go utlwa ka o nnile mengwe ya merafe e ileng ya rapelela pula, a tlatsa ka gore pula mo Topisi e nnile e e namagadi. O kopile morafe wa gagwe gore fa ba setse ba ja letlhafula, ba seka ba lebala ba ba tlhokileng lesego jaaka bana ba masiela ba ba mo tlhokomelong ya ba SOS kwa Serowe. O ba kopile gore ba ntshe bonyennyane gore bana bao le bone ba akole dijo tsa Setswana tse di akolwang ke bana ba mo gae. Fa a tswa la gagwe, molemisi wa kgaolo eo Rre David Moloi o lebogetse ditema tse di lemilweng mono ngwaga, a tlhalosa fa di oketsegile thata go feta ngogola. A re, se, se supa fa batho ba kgatlhegela lenaneo la ISPAAD le ka lone puso e thusang balemi ka dipeo, menontshane le go ba lemela. A re, puso e dirile lenaneo le, gore Batswana ba itirele dijo go fokotsa go reka dijo kwa ntle, a gatelela gore mongwe le mongwe fa a ne a ka dirisa lenaneo le, go ne go ka seke ga nna le bakopi. Rre Moloi o rotloeditse balemi go rema le go dirisa masimo a bone. A re, balemi ba Topisi ba ile ba nna lesego gore puso e ba thuse go agelela masimo a bone, fela a tlhalosa fa go sa lekana ka gore balemi ba maoto a tshupa go tsenya letsogo gore tiro ya kagelelo ya masimo e wele. O rotloeditse ba ba sa diriseng masimo a bone go adima ba ba eletsang go lema mme ba dira jalo ka mokwalo go itsa dikgotlhang. O lebogetse thobo ya balemi, mme a ba rotloetsa go tswelela ba tlhokomela masimo. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Tona o rotloetsa kereke go nna sekao Tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o kopile maloko a kereke ya Head Mountain of God go eteletsa pele maitlamo a go tsisa kagiso le thokgamo mo setshabeng le mo lefatsheng ka kakaretso. E rile a bula semmuso ntlo ya kereke eo kwa Senete ka Tshipi, Seetebosigo a tlhola malatsi a le lesome le borataro, Rre Batshu a tlhalosa fa dikereke di tshwanetse go tshwaragana le puso go tswa ka mananeo a a nitameng a a ka laolang dikgwetlho di tshwana le kgokgontsho ya bong, tiriso botlhatswa ya nnotagi le go ima ga banana. Rre Batshu o boletse fa dikereke di lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang go tlhoka boeteledipele ja motia jo bo nang le boikarabelo mo go diragatseng maitlamo a kwadiso le go tlhokomela tsamaiso ya tsone. O tsweletse a supa fa seo se baka go kubetsana, go dirisa botlhaswa maemo le go ikgaphela kwa ntle ga maloko fa go tla mo go tseyeng ditshwetso tse di maleba mabapi le dikgang tsa konokono tsa kereke. Tona a re seemo se, se a tshwenya ka se tlisa ketsaetsego mo bathong e bile se ba rontsha tshwanelo ya go obama ka fa ba eletsang ka teng. O tsweletse a bolela fa lephata la gagwe le simolotse go lebelela ditsamaiso tsa dikereke go balelwa le melao metheo ya tsone go leka go hema seemo sa go nna jalo. O ba gwetlhile go nna le kgatlhego mo tsamaisong e ntsha ya dikereke gore ba kgone go baakanya melao metheo ya dikereke tsa bone le go fokotsa diphapaang. Rre Batshu a re,“Ke boikarabelo jwa gago o le moeteledipele go ruta maloko molao motheo le maitlamo le go ba neela boikarabelo jwa go diragatsa tshwanelo ya bone.” O tsweletse a tlhalosa fa therisano le neelano di le botlhokwa mo go tsamaiseng kereke, jalo a supa fa dikereke dingwe di atlegile ka ntlha ya therisano fa dingwe di thubilwe ke go e tlhoka. Rre Batshu o akgoletse maloko a kereke ya Head Mountain go nna le therisano le go dira ka mowa o le mongwe, a supa fa seo se di dirile gore ba kgone go aga fa ba obamelang teng. Mokwaledi mogolo wa kereke eo, Moruti Tendani Manyiwa o kopile gore dikereke di ntshiwe mo go kwadisiweng ka fa tlase ga mekgatlho, a supa fa seo se ba kokonela ka dikereke tsa bone di sa dire dipoelo gonne e le mafelo a go obamelwang teng fela. Moruti Manyiwa o boletse gape fa ba santse ba kgaratlhela go aga ka bontsi jwa dikerere tsa bone di tshwarela bokopano ka fa tlase ga ditlhare mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba lopiwa lekgetho, selo se a supileng se ba babalela fela thata. O rile ba eletsa gape go tsenya ditlhabololo mo dikagong tsa bone di tshwana le metsi le motlakase mme dithwatlhwa tse ba di lopiwang di ba baya ka fa mosing. religion_and_belief 8 Mapodise a leboga
 banni Mogolwane wa mapodise mo kgaolong ya Borwa Rre Oreeditse Mautle o lebogetse banni ba kgaolo ya Goodhope – Mabule go itshwara sentle ka nako ya ditlhopho tse di sa tswang go tshwarwa ka mafelo a beke. Rre Mautle o tlhalosistse fago itshwara sentle ga banni ba, go nnile le seabe mo go reng tsamaiso yaditlhopho tsa bopalamente tsa Good Hope -Mabule e tsamae ka thelelo go senabothata bope . Rre Mautle o buile jalo mopotsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, a re e le ba sepodise ba ne ba lemalala a laotswe ebile ba dirile ipaakanyo ya maemo a ntlha. Rre Mautle a re go balwa gaditalama le thomamiso ya tsone go tsere lebaka le le leele, batlhophi ba kgaoloeo ba ne ba tletse ka boitumelo, ba opela ba letetse maduo kwa ntle ga terataya kwa go neng go balelwa ditalama teng bosigo jothe le letsatsi le lelatelang. A re mo bosigong ja tetelo gone ga nna o kare go tla tsoga lesukasuka mme a tswelela ka gore le fa go ntsejalo ba sepodise ba ne ba kgona go busetsa seemo mo taolong. O tsweletse a re o kopa Batswana gore ba tswelele ka mowaoo wa neelano le tirisano mmogo gore ditiro di kgone go dirwa go sena makgwereape. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts politics 7 Boitseme bo ka kgoreletsa tirisanyo mmogo - Mautle Mothusa ramapodisi wa kgaolo ya Borwa, Assistant Commissioner Oreeditse Mautle, o amogela fa ofisi ya sepodisi kwa kgaolong ya Kweneng e na le bothata jwa go dira dilo ka tshokamo mo go ka felelang go kgoreletsa tirisanyo ya mapodisi le morafe wa Bakwena. Erile a buwa mo phuthegong ya kgotla e rulagantswe ke balemi barui ba kgaolo ya Mokwena bosheng, Rre Mautle o ne a amogela fa a itemogetse gore ofisi ya sepodisi mo Molepolole e sa dire mo go lekaneng go tsibogeleng dikgang tsa leruo mo kgaolong ya mokwena. O tlhalositse fa ofisi ya gagwe ka tlhobaelo ya barui ba kgaolo ya mokwena ka tsela e dikgang di tsamaisiwang ka yone, ene ya dira ditlhotlhomiso tse di senotseng fa go na le bothata jo ofisi e tshwanelang go bo tsibogela bo akaretsa tlhaelo ya boitsanape mo go batlhotlhomiseng dikgang tsa bogodu jwa leruo, le gore bo matlhola a dietsa ba supiwa kwa makgotleng a ditsheko ele lwantla ba dira melato Rre Mautle o ne a tlhalosa gore ka maiteko a go tsibogela matshwenyego a barui ba kgaolo eno, ba ne gape ba tsaya kgato ya go fudusa modiredi mongwe wa ofisi ya bone ka jaana magogwe ane a belaela lomepe mme a emisetswa kwa mogolwane wa maeno a Assistant Superintendent go etelela pele ofisi ya bosekisi. Le fa gontse jalo rre Mautle o lebogetse maiteko a barui bangwe ba kgaolo ya mokwena ba ba ititeileng sehuba go tshwaragana le ba sepodisi mo maitekong a go lwantsha seemo sa bogodu jwa leruo. Fela o kopile barui go re mo maitekong a bone ba seka ba raelesega go itseela molao mo matsogong ka jaana puso e tla a lwa dintwa tsa bone. O bile a kopa bodiredi jwa sepodisi go kopa tiro entle e dirwang ke modiredi mongwe wa lekalana la Traffic mo Molepolole gore fa ele gore o kgona go dira tiro e amogelwang ke bontsi ,ke eneg mapodisi a mangwe a seke a ithute mo go ene go thusa morafe ka mo go amogelesegang eseng go dira tiro ka maikutlo. O solefeditse barui ba baneng batsene phuthego ka dipalo tse dikwa godimo fa ofisi ya gagwe etlaa dira mo eka go kgonang go tlhomamisa gore dilelo tsa bone di a tsibogelwa. O bile a laela bogogi jwa sepodisi mo kgaolong ya mokwena go ela thoko tsela e morafe o thusiwang ka yone le go lekodisa batho ka seemo sa dipego tse ba di dirileng go hema go gogagogana le morafe.Morui mongwe rre Tebele wa lekgotla la barui la Selelo-sa-barui ba kgaolo ya Monwane o supile tlhobaelo ka tsela e dikgang tsa bogodu jwa leruo di dirwang ka teng, badira molato ba gololwa gangwe le gape le ntswa bana le motseletsele wa dikgang fa pele ga makgotla a ditsheko Rre mautle one a tlhalosa gore, makgotla a ditsheko a letla babelaelwa go emela tsheko kwantle ba tlamiwa ke mabaka a baa beilwe pele, mme fa asa nonofa lekgotla le iphitlhela le patelesa go ba golola. Rre Mosimanegape Sekwati wa lekgotla la Ka-e-tlhoka o ne a kopile ba golwane ba sepodisi go tsibogela bothata jwa kgolo ya bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Kweneng a supa fa go gogadinao ga ba sepodisi go tlaa ba tlama go ipatlela methale e baka hemang seemo ka yone. Rre Masego Phuduhudu o supile fa maiteko a bone go lwela leruo la bakwena a atla busediwa morago ke go tlhoka kmo nokeng ya sepodisi le go latlhelwa ga ditlhotlhomiso. Are go busetsa babelaelwa di supiwa di tshwana dikoloi go ba rotloetsa go tswelela ba dira melato.Mopalamete wa kgaolo ya Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli o akgotse maiteko a barui ba ba intshitseng setlhabelo go boloka leruo la bakwena a bo a solofetsa kemo nokeng le go batla tsela ya kafa maiteko ao aka nonotshiwang ka teng. crime_law_and_justice 1 Direlang setshaba le le seopo sengwe - mokwaledi Mokwaledi wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Motlogelwa Thuso, o gwetlhile makhanselara go direla kgaolo eo ba le seoposengwe. O ba gwetlhile jalo kwa bokhutlong jwa ithuthuntsho ya malatsi mararo e e neng e itebgantse le go tlhatlhelela makhanselara ka ditsamaiso tsa khansele. A re batlhophi ba ba romile ba batshepa ka jalo ba solofetse go le gontsi mo go bone. Rre Thuso a re go ka nna thona gore e re morafe o ba romile ba bo ba sa diragatse thomo jaaka go tshwanetse. O boletse fa bodiredi bo na le tlotlo e tona thata mo makhanselareng a re ba ikemiseditse go dira le bone. A re e re ba filwe tlotla e tona ya go bidiwa batlotlegi, go maleba gore ba supe jalo ka go itsaya tsia le gone go ntsha maduo. Rre Thuso o kgothaditse bodirelapuso go dirisanya le batlotlegi a re ba ba neele dithuso tse di maleba fa ba di tlhoka gore ba kgone tiro ya bone. O kopile le one makhanselara go kopa thuso ba sosologile le gone go botsa fa ba sa tlhaloganyeng teng gore ba kgone go direla setshaba sentle le gone go ba fa dikarabo tse di maleba. A re fa go na le diphoso dingwe tse di diragetseng mo nakong ee fetileng, go tshwanetse gore go baakanngwe. A re kgaolo ya Bokone Bophirima e lebanwe ke dikgwetlho tse di ntsi mme o dumela gore fa ba tshwaragane ba ka di fenya. O ne a supa sekai ka kgang ya moruthutha ya go tshwenya ga diphologolo a re go mo maruding a bone go batla ditsela tse ba ka rarabololang kgang eo ka tsone. Mokgothatsi, Rre Onneile Thamuku, o supile fa ba ka kgona tiro ya bone fela fa ba nna ba botsa mo dilong tse ba sa di itseng, a re o lemogile fa batho ka bontsi ba sa batle go dumela gore dilo dingwe ga ba di itse. A re konokono ya tiro ya bone ke go tlhabolola kgaolo le morafe, a tlatsa ka gore ba itse fa matlho a ba lebile gore ba ise kgaolo eo kwa mankalekaleng. A re ba beele dipharologanyo tsa bone tsa diphathi kwa thoko mme ba lebagane le se ba se romilweng. Mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule, o ne a ba tlhalosetsa ka ditsamaiso tsa khansele le gone gore di bereka jang. O ne a ba tlhalosetsa gape ka maemo a khansele ka go tlhatlologana ga one gore fa ba batla thuso ba itse kwa ba ka simololang teng. politics 7 Kago ya monana e batla go pataganelwa Tona wa Banana, Ngwao le Metshameko, Rre Shaw Kgathi o kopile batsadi go pataganela kago le kgodiso ya monana. Rre Kgathi o buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa ka Labone mme a kopa batsadi go thusana le puso go aga monana ka e le ene bokamoso jwa lefatshe leno. A re e re ka lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go tlhabolola le go aga monana, batsadi le bone ba na le seabe se segolo ka jaana ba godisa bana ba go tswa kwa moding. Tona Kgathi o ne a tlatsa ka gore mo setswaneng ngwana o godisiwa ka tsela e e kgetlhegileng a kaelwa gore o tshwanetse a apara jang, a buisa batho jang le jone boitsholo jo bo amogelesegang mo setshabeng. A re sebe sa phiri ke gore malatsi a gompieno batsadi ba letlelela bana go tsaya taolo ya go dira dilo tse di sa siamang mme seo se bake ditlamorago tse di bosula. Rre Kgathi a re bana ba tswa mo dikolong ka boimana mme seo se kgaupetse bakamoso jwa ngwana mme matlhabisa ditlhong ke gore dilo tse di dirwa ke bagolo. O ne a kopa bana gore le bone ba se ka ba inaakanya le bagolo mme ba ikgaphe mme thuto ba e beye kwa pele ka ke lesedi la botshelo. Tona o kopile batsadi gape gore pataganelo ya bone le puso e ka thusa go aga monana yo o tlhwatlhwa ebile a itlhaloganya gore ke mang. Rre Kgathi o ne a tlatsa ka gore banana ba lebaganwe ke dikgwetlho di le dintsi mo botshelong mme dingwe di bakiwa ke ka fa ba godisiwang ka teng.Tona a re batsadi, dikgosi le baruti ba tshwanetse ba nna le seabe mo go ageng monana yo o ka tsayang boikarabelo ja go direla setshaba. O kopile dikgosi go busetsa ngwao bogolo jang ka ele bone batshegetsi ba yone le baruti kwa dikereng go ruta lefoko la modimo ka le aga ebile le rotloetsa maitsholo a itumedisang modimo le setshaba. Rre Kgathi o na kgotlhatsa ka gore batho ba tshwanetse ba nna le poifo modimo ka ele yone tshimologo ya botlhale. E rile Tona a tlhalosa mananeo a lephata la gagwe le a fang banana, a bolela bagolo fa dikgwebo tsa banana di sa dire sentle ka jaana bagolo ba turisetsa bana madi a go dirisa mafelo a bone a re seo ga se thuse banana ka sepe ka dikgwebo tsa bone di felela di phutlhama. O ne a kopa bagolo go rekegela banana tsebe le go ba fa sebaka sa go bona ba tsweletse mo ditirong tsa bone. A re mo kgaolong ya Kgatleng East go setse go dirisetswe madi a a kanang ka P6.8 million mme go thusetswe dikgwebo tsa banana di le 81 mo go tsoen tse 61 ke dikgwebo tsa temo-thuo, tse lesome ke tsa madirelo mme tse lesome le motso ke ditirelo. Rre Kgathi a re se se sa mo jeseng diwelang ke bobotlana ja banana ba metse ya Oodi le Bokaa ka dipalo tsa bone di le kwa tlase mo go tseyeng mananeo a banana. O ne a kopa banana go ema ka dinao go tsaya mananeo a a diretsweng go ba thusa go tsena mo dikgwebong ka jaana Motswana a re o le aramele le go tlhabetse. Mongwe wa banana Rre Tshepo Digangwa o ne a tlhalosetsa Tona gore mathata a balekane ba gagwe ke gore ba dirisa nno-tagi phetelela mme seo se ba diya go itirela botshelo. A re fa banana ba ka tlogela bojalwa ba ka kgona go itirela bokamoso a tlatsa ka gore lenaneo la ga tautona la constutiency tournament ga le kake la atlega mo motseng wa bone ka le batla batsaya karolo ba e leng banana. Rre Digangwa gape a re letlhoko la mafelo a boitapoloso mo kgaolong ya bone mme seo se direla banana mathata ka ba felela kwa dibareng go na le go dira sengwe se se ba ntshang mo boraing. Rre Johannes Monametsi o kopile ba lephata la banana go ba etela le go ba ruta ka ditirelo tsa bone mme o bile a kopa gore ba nna le modiredi mo motseng wa bone. Rre Tumelo Dube le Kago Letshwenyo bone ba re komiti ya banana e ka ba kgontsha gore ba thusane ba tlatsa ka gore letlhoko la kgolagano e e siameng ya mananeo a banana key one e bakang tiego ya tswelelo pele ya bone. E rile Tona Kgathi a ba araba a supa fa lephata l;a gagwe le tsere tshwetso ya go isa babereki ba lephata wa dikgaolong go thusa banana ka mananeo a bone mme seo se tla araba selelo sa bone sa babereki ba ba tlhaelang mo metseng ya bone. O ne a kgotlhatsa banana go emisa go fela pelo fa ba kopa dithuso kwa diofising tsa banana go fitlhelela ba bona se ba se batlang. Bokhutlo politics 7 Batswana ba gakolola go ipabalela Mogolwane wa ofisi ya sepodisi kwa Letlhakane, Superintendent Robert Mack, o kopa Batswana gore ere ba ipaakanyetsa go ya dipasekeng ba tsamaye ba babalesegile e bile ba itlhokometse mo ditseleng. Rre Mack a re ba sepodisi ba tlaabo ba le mo ditseleng dingwe tsa lefatshe ka bophara go laola pharakano le go itsa mosuke oo sa tlhokafaleng. Ramapodise Mack a re ba tla ela tlhoko gore melao ya tsela e a obamelwa, jaaka go gagamaletsa molao ba ba kgweetsang ka lebelo le le kwa godimo, go dirisa nnotagi motho a kgweetsa le go sa tsenyeng lebante la ipabalelo. Ka jalo, Superintendent Mack o kopa Batswana gore pele ba ka tsaya mesepele ba tlhomamise gore dikoloi tsa bone di mo seemong se se itekanetseng go ka tsaya mesepele, go itsa dikotsi tse di ka diragalang mo tseleng. O tsweletse a kopa gore pele batho ba emelela mo malwapeng a bone ba rurifatse gore ba tlogela bonno jwa bone bo sireletsegile le gone go inaakanya le mekgatho ya ntebele ke go lebele go thusa go tlhokomela malwapa a ba ba seyong. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bapadi ba phane ba kopiwa go tlhokomela tikologo Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele o kopile bagwebi ba phane go tlhokomela tikologo fa ba le mo tirong ya bone. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla bosheng, kwa metseng ya Tswapong Bokone, Rre Maele o boletse fa gangwe le gape batho ba ba bapalang phane ba tlogela tikologo e se phepa mme seo se felele se tsenya matshelo a leruo mo diphatseng. Rre Maele a re malwetsi a tshwana le jwa dikgomo jwa mabele a anama motlhofo ntateng ya leswe la setho. Ka jalo, Rre Maele o ne a kopa ba ba bapalang phane go epa mesima go katela leswe le ba le dirang fa ba bapala phane ka seo se ka thusa go thibela malwetsi. Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a itsise morafe fa puso e letleletse balemi go lema ba gasa mme e tlaabo e le lekgetho la bofelo. O kopile boraditerekere go epa mosele wa pula go sale gale, ka mo temong e e tlang ya ngwaga wa 2014/2015 ba tla a seke ba letlelelwe go jwala ba gasa. A re puso e ne ya reetsa selelo sa balemi ka ba ne ba bolela fa go sena digogi. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa balemi go lema ka dipalo tse di kwa godimo gore ba itirele dijo. Rre Maele o ne a itsise banni fa puso e kgonne go bona mmaraka wa go rekisetsa dikgomo kwa mafatsheng a Searabeya (Middle East). A re dipusisanyo tsa go rekisetsa dikgomo kwa mafatsheng ao di solofetswe go wela mo nakong e e gaufi. O ne a gwetlha banni go dirisa lenaneo la go agelela masimo le balemi ba letlelelwang go agelela masimo ka bongwe ka bongwe, puso e ntsha sephatlo sa madi a sa feteng P70 000. economy_business_and_finance 3 Basaitho ba tsaya malebela kwa Lobatse Le ntswa lefatshe la Lesotho le na le lenaneo la le tsepameng la HIV/AIDS, ga le ise le supe sentle dintlha tse di amang bong mo go lone ka jalo bagolwane go tswa kwa lefatsheng leo ba tsile mo lefatsheng leno go tsaya malebela mo dikgannyeng tse di amanang le bong mo lenaneong la HIV/AIDS. Komiti ya kgaolo ya Lobatse e e lebaganeng le bong e nale lebaka e ntse e dira sentle mo mo dikgannyeng tse di amanang le bong ka jalo lekoko le le tswang Lesotho le bone go tshwanela gore le etele komiti eo go ithuta mo go yone. Komiti e ya Lobatse e nale dingwaga di feta bobedi e tsaya maemo a ntlha mo dikgannyeng tsa bong gammogo le go emela lefatshe leno mo kgaolong eno. Mogolwane go tswa Lesotho, Rre Maletsane Nkgaba o boleletse komiti gore lefatshe la bone le santse le na le mathata a dikgetse tse di sha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare segolo jang bomme. Rre Nkgaba a re jaaka ba itse fa lefatshe leno ele lengwe la a a palo potlana mo Aferika a lwang ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS, lefatshe la bone le tsile go ithuta mo go lone. Mogolwane yo mongwe go tswa kwa Lesotho, Rre Tshilisehang Tsunyane a re lefatshe la Lesotho le na le dilo di le dintsi tse le tshwanetseng go itebaganya le tsone tebang le bong gonne bontsi jwa bomme ba iphitlhela ba belegela mo malwapeng ba sena thotloetso go tswa mo banneng ba bone. A re borre ba santse ba saletse morago go tlhaloganya dikgang tsa bong ka jalo lenaneo le le nang le dikgang tsa bong tse di tsepameng le ka thusa lefatshe la bone go kgona go ya pele le gone go fitlhelela Millennium Development Goals. O tsweletse a re le fa ntswa bomme ba fiwa sebaka sa go nna le maemo mo pusong, ga ba fiwe tsotlhe tse di ka ba thusang go dira ka botswerere mo maemong ao ka jalo seo se utlwisa bomme ba le bantsi botlhoko gammogo le ba ba amogelang ditirelo go tswa mo go bone. Rre Tsunyane a re ka jalo ba ikaelela go ithuta mo lefatsheng leno le go ya go diragatsa tsotlhe tse ba di amuleng ka dikgang tsa bong le HIV/AIDS. Mokwaledi wa komiti ya kgaolo ya Lobatse ya bong, Mme Kutlo Mophalane a re komiti ya gagwe e dirile go le gontsi go nonotsha basadi le go akaretsa seabe sa borre segolo jang mo lenaneong la komiti la ngwaga le ngwaga. Mme Mophalane a re komiti e lemogile fa bomme e le bone ba amiwang thata ke lehuma mo go dirang gore ba amiwe ke mogare le go feta. A re ka jalo komiti e ne ya tswa ka lenaneo la go nonotsha basadi gore ba kgone go ikemela ka nosi go itshetsa. BOKHUTLO health 6 Ngwao boleng jwa setshaba Batswana ba rotloeditswe go tshegetsa ngwao ya bone ka e le yone e supang boleng jwa gore ke Batswana. E rile Kgosi Rapula Rantabe wa Oodi a bua kwa moletlong wa sekole se segolwane sa Oodima mo bekeng e e fetileng, a tlhalosa fa ngwao e le botlhokwa mo matshelong a batho ka e kaya ka fa morafe o tshelang ka teng. Kgosi Rantabe a re Batswana ga ba a tshwanelwa go tlhabisiwa ditlhong ke ngwao ya bone mme ba siya le dingwao tsa mafatshe a sele. Kgosi a re moletlo o, o setlhogo sa one se neng se re ‘Ngwao ya me, boleng jwa me’ o tla ka nako e e tshwanetseng ka bana ba sesha ba sa kgatlhegele ngwao ya bone mme boleng jwa bone le jone bo nyelele. A re ka jalo batsadi ba na le seabe se segolo mo go rurifatseng gore bana ba bone ba ithuta ngwao gore ba tle ba itlhaloganye gore ke bomang. Kgosi Rantabe a re ngwao ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe, ka jalo ngwao ya Setswana le merafe ka go farologana ba tshwanetse ba tsaya tsia bokao le popego ya yone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Borukutlhi bo ya tlase - tona Tona wa lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, a re puso e tshwenyegile ke go gola ga dipalo tse di kwa godimo ga banana ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela. O buile se ka Laboraro kwa phuthegong ya kgotla kwa Lobatse fa a lekodisa morafe ka tse lephata la gagwe le itebagantseng le tsone, gammogo le go tsaya megopolo mo setshabeng go ka tokafatsa ditirelo. Tona Kgathi a re seemo sa borukutlhi se ile tlase ka dipalo di ka tshwarang boferabongwe mo lekgolong. A re sepodisi se fitlheletse seo, ka ntlha ya gore ba tshwaragane le go tswa ka methale ya go rutuntsha setshaba ka fa ba ka hemang borukutlhi ka teng go tsisa thitibalo mo setshabeng. O tsweletse a re, mo sephatlong sa ntlha sa ngwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go ema ka Mopitlo, seemo sa borukutlhi se akaretsa melato e tshwana le bogodu jwa dikoloi, dipolao se ne sa goletsega ka dipalo di ka tshwara boraro mo lekgolong. A re sepodisi se ne sa gagamatsa setoropo go lwantsha seemo ka go oketsa dipalo tsa mapodisi a nakwana, dipatorolo, le gone go bonala ga mapodisi ka dibaesekele mo mekgwatheng. Rre Kgathi a re dikotsi tsa tsela di sa ntse di sa jese di welang ka jaana matshelo a le mantsi a latlhegetse mo ditseleng. O supile fa dipatlisiso tsa ba sepodisi di supa fa banana e le bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela. A re banana ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya go tse masome a mararo le botlhano, ba amega ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele ka jaana, dipalo tsa sepodisi di supa fa go gatisitswe dikgang di le dikete di le lesome le boferabobedi le masome a le mararo mo melatong e tshwana le go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya dino. Rre Kgathi o supile gore goromente o ikemiseditse go gagamatsa melao gore banana ba tle ba boele mo taolong. A re se sengwe, se ba se itemogetseng, ke gore setshaba se itse badiramelato mme ga ba ke ba loma ba sepodisi tsebe mme a supa fa go na le molao wa go sireletsa malomatsebe a re seo, ke tsela nngwe ya gore lefatsse le tle le robalelwe ke ditlhokwa mo dikgannyeng tsa borukutlhi. Mo kamogelong baeng, Kgosi Segale Letshele, o ne a gwetlha morafe go tshwaragana le ba sepodisi le mekgatlho yotlhe e e itebagantseng le go lwnatsha borukutlhi go ka thusana go hema seemo mo kgaolong ya bone. Kgosi Letshele o ne a tswelela ka go gwetlha banana go fokotsa go iphetisa nnotagi le gone go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya dino a re seo, se baya matshelo a bone le badirisi ba bangwe ba tsela mo diphatseng. O ne a supa fa borukutlhi bo ka baya babalela itsholelo ya lefatshe ka fa mosing, ka jaana bagwebi go tswa kwa mafatsheng a sele ba ka nna bete semolangwana go ka tla go beeletsa mo lefathseng leno fa seemo sa borukutlhi se le kwa godimo, ka jalo a gwetlha setshaba go bopagana go bona gore ba lwantshwa mmaba yo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo kgotleng ya Peleng, Rre Ontiretse Mosimanewamacha, o supile fa maikaelelo a bone e le go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi mo kgaolong ka jaana borukutlhi mo kgaolong bo kekela ka monokela. A re maikaelelo a bone ke go rutuntsha setshaba ba tshwaragane le ba sepodisi ka dikgang tsa borukutlhi. Mopalamente wa Lobatse, Advocate Sadique Kebonang ene o ne a kopa tona Kgathi go tsibogela tlhaelo ya dikoloi, le letlhoko la boroko tse a reng di kgoreletsa mapodisi mo tirong ya bone. A re dikgago dingwe tsa mapodisi di tlhokana le gore di baakanngwe go thibela gore di senyegele ruri. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Zwenshambe o tlhopha Mabutho E re ka jaana gotwe go kgoberega ga metsi, ke go itsheka ga one, go lebega motse wa Zwenshambe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o tlaa robalelwa ke ditlhokwa morago ga diphapaang tebang le dikgang tsa bogosi. Zwenshambe o ne a farafariwa ke mathata a dikgang tsa bogosi, morago ga go tlhongwa ga ga Kgosi Moses Mabutho mo setilong ka 2009. Kgang kgolo e ne e le go bo banni bangwe ba motse ba ne ba ngongoregela go tlhongwa ga ga Rre Mabutho mo setilong. Banni bangwe ba ne ba felela ba isa ngongora ya bone kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mme ya re ka kgwedi ya Phalane ngogola, lekgotla la laela gore go tshwarwe ditlhopho tsa bogosi kwa motseng oo. Seo sa bo se raya gore Kgosi Mabutho o fologa mo setilong, mme morafe wa Zwenshambe wa nna le bothata jwa go tlhoka kgosi dikgwedi di le mmalwa pele go tshegediwa ditlhopho monongwaga ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le boferabobedi. Mo ditlhophong tseo, tse mo go tsone go neng go iteisana borathana, bontlhopheng ba le babedi, morafe o ne wa supa fa o sa ntse o batla go etelelwa pele ke Kgosi Mabutho, ka jaana a ne a fenya ditlhopho tseo. Leina la gagwe le ne la isiwa kwa kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go tlhomamisiwa. Mme e ne ya re kgwedi eno e tlhola garataro, dipelo tsa banni ba Zwenshambe tsa boela mannong, jaaka molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela le mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong, Mme Mmantho Moremi ba ne ba rolela morafe Kgosi Mabutho semmuso jaaka kgosi ya bone, morago ga gore tona a amogele leina la gagwe. Fa a ema banni ba motse oo, ka lefoko, Rre Lesiela o ne a kaya fa seemo se banni ba ntseng ba le mo go sone sa go tlhoka kgosi, se ne se sa itumedise, a tlhalosa fa seemo seo se ne se ama le bone badirelapuso tota, ka jaana ba ne ba nna le ketsaetsego fa ba tsena koo, ya gore dikgang ba di rolela mang. A re seemo seo, se ne sa dia dilo di le mmalwa mo motseng, mo e bileng ditsheko dingwe di neng di setse di sekelwa kwa metseng e mengwe mme di ne di sa tshwanelwa ke go ya koo. Le fa go ntse jalo, Rre Lesiela a re o itumedisiwa ke go bo banni ba Zwenshambe le fa ba ne ba farafarilwe ke bothata joo, jwa go tlhoka kgosi, ba ne ba tshwaragane go sena kubetsano epe, ka jalo a ba gwetlha go tswelela ba tshegeditse mowa oo. A ba kopa gape go tshwaragana le Kgosi Mabutho le gone go mo fa dikgakololo mmogo le go sala morago ditaelo tsa gagwe, go netefatsa gore ba kgarametsa ditlhabololo tsa motse wa bone go ya pele. Molaodi Lesiela o tsweletse a gakolola Kgosi Mabutho go beela kwa thoko tsotlhe tse di kileng tsa diragala mme a tseye morafe wa gagwe ka tekatekano e a neng a ntse a ba e naya. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mabutho o ne a tshephisa fa a tshegetsa boikarabelo jwa gagwe jwa go nna moeteledipele wa tlhwatlhwa, a dira tiro ya gagwe a eteleditse dikeletso tsa morafe eseng tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, Kgosi Mabutho o ne a supa matshwenyego tebang le banni bangwe, ba a tlhalositseng ba sa ntse ba na le mokgwa wa go goga leina la gagwe mo seretseng, ka maikaelelo a go timetsa bangwe. Ka jalo a re fa mewa eo e ka latlhiwa, sengwe le sengwe se ka boela mannong mo motseng wa bone. politics 7 Kgosi ya Monwane e a kgalema Kgosi wa Monwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Letlamoreng Masono a re morafe wa gagwe ga ona tlotlo mo bogolwaneng jwa motse. Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay, kgosi o tlhalositse fa banni ba motse ba palelwa ke go tla diphuthegong ka dipalo tse di nametsang, a tlatsa ka gore go supa fa ba a nwa bojalwa phetelela e bile ba leletsa diwelese kwa godimo mo gare ga masigo. Rre Masono o boletse fa barui ba tlogela leruo la bone ba sa le tlhatlhela mme le senye mo masimong. Mo godimo ga moo, a re o tshwentswe ke thuto ya bana e e welang tlase gammogo le borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe. Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa ditlhabololo di saletse morago fela thata. Fa a tsibogela mafoko a kgosi, Mopalamente Kablay o tlhalositse fa kgosi a tshwanetse go gagamatsa molao mo motseng gonne dikgosi le dikgosana di filwe marapo ao. O boletse fa barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ba tshwanetse go atlholwa. Mopalamente a re thuto ya bana ba kgaolo ya Letlhakeng e wetse tlase fela thata ntswa puso e ntsha madi a mantsi mo mohameng wa thuto. O gakolotse banni go tshwaraganele thuto ya bana le barutabana go ntsha maduo a a botoka. O tlhalositse fa go simolola kgwedi ya Seetebosigo puso e tla simolola go baakanya tsela ya Monwane. Go sa le jalo, Rre Kablay o boleletse batsena phuthego gore e tla a re go simolola monogwaga dikgosi le dikgosana ba tla duelwa go ya ka fa ba dirang tiro ya bone ka teng. A re dikgosi le dikgosana ba tla isiwa kwa Ramatea go rutuntshiwa ka go etelela morafe pele. BOKHUTLO society 9 Madi a ditlhabololo ga a dirisiwe sentle Puso e lemogile fa bontsi jwa madi a a neelwang dikgaolo go dira ditlhabololo tse di ka tlhamelang banni mebereko a felela a sa dirisiwe sentle, go bo go tlhoke le ene yo o tsayang boikarabelo. Mokwaledi wa khansele ya ditlhabololo tsa dikgaolo ya matona a puso, Mme Pearl Matome o tlhaloseditse banni ba Tamasane mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tautona gore maikaelelo a lekgotla leo, le modulasetilo wa lone eleng Dr Ponatshego Kedikilwe, ke go itse ditiro tsotlhe tse di mo dikgaolong, botsogo jwa tsone le gore di ka tsosolosiwa jang go tswela setshaba molemo. Mme Matome o boletse gore konokono ya kgang ke go tsosolosa ditiro tsa morafe kwa dikgaolong, a a fa sekai ka lekgotla la Tamasane Development Association le tse dingwe tse di kileng tsa bo di tumile thata. Molomaganya ditiro tsa nyeletso lehuma, Rre Sumbe Ongadile o tlhaloseditse fa motho ale mongwe mo go ba ba thusiwang a sa dirise madi a a kwa tlase ga P10 000, a jaanong a okeditswe go nna P15 000. Rre Ongadile a re maikaelelo a puso ke go tsholetsa serite sa Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng. E ne e rile go le pele motshwara madi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Walter Ntuluki, a fa pego mo boemong ja modulasetilo a supa fa ba dirisitse P26 604 .00 go gokela motlakase mo matlong a le mabedi ele bontlha bongwe ja 28 000 yo ba mo kgobokantseng ka mogwanto. Rre Ntuluki o supile gape fa motse o nale metsi le fa go na le dipompo dingwe tsa morafe tse di sa direng. O ba gakolotse go kentela leruo la bone kwatsi le serotswana, jalo a kgothatsa barui go ikopanya le boralephalo go ya go tsaya melemo go tla go ikentela. O tsweletse a supa fa bodiredi ja kgaolo bo dirisana le bone sentle thata mme a rotloetsa banana go inaakanya le mananeo a puso go itlhabolola le go tlhamela ba bangwe ditiro go na le go baya matshelo a bone mo Ipelegeng. Mo mafokong a gagwe a tebogo, mokhanselara Rre Ketlogetse Sekwati o kopile Rre Kedikilwe gore le fa a ya go itapolosa a seka a ba lebala ka ba tlhokana le dikgakololo tsa gagwe. A re o lebogela sebaka se ba se ntseng le ene ele mopalamente le go mo ruta tsamaiso le tirisano mmogo le morafe mme a mo abela kgomo go mo tsamaisa sentle. Bokhutlo politics 7 Meepo e na le didirisiwa tse disha Mogolwane wa meepo ya Letlhakane le Damtshaa a rego tla ga bomatshine ba maemo a ntlha kwa meepong eo go tlaa thusa go ntsha maduo a a bonalang, go neela bareki ba teemane se ba se tlhokang le go oketsa theko. E rile fa a bua kwa moletlong wa go neela bagolwane ba meepo metshine e mebedi e e epang ka go thuntsha matlapa, e e lopileng P19 million mongwe le mongwe, Dr Adrian Gale a re khamphani ya Debswana e dirisa madi a mantsi go reka didirisiwa tse di ka direlang tiro ka bofefo le go ntsha maduo. O ne a tlhalosa gore go rekwa ga metshine eo go ne ga emisiwa lebakanyana ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo, ka jalo go epiwa ga teemane ga diega. Metshine eo e rekilwe mo komponeng ya Joy Global Africa mme e tlaa oketsa e e ntseng e dirisiwa. Mogolwane wa lephata la thekiso ya bomatshine kwa komponeng ya Joy Global Africa, Rre Ian Williams, o ne a tlhalosa gore kompone ya bone e na le dingwaga tse di lekgolo le masome a mararo e ntse e rekisa didirisiwa tsa tlhwatlhwa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Magodu a tlhorontsha banni Mookamela mapodisi a Ramatlabama, Superintendent Tshegofatso Mokumakwa a re o tshwentswe ke magotswana mangwe a a thubang matlo a bo a utswela banni ba kgaolo ya gagwe dithoto. Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang, Superintendent Mokumakwa o tlhalositse fa e rile bosheng, basimane bangwe ba bararo ba kgotla ya Mabete mo Pitsane, ba tlhasela mme mongwe wa lebentlele la Wings of Lovers le mokapelo wa gagwe kwa lelwapeng la bone kwa Bethele bosigo. A re dirukutlhi tseo di ne gtsa tsenelela bakapelo bao mo ntlong ba robetse mme ba ba tshosetsa gore ba sie, ba bo ba sala ba ba amoga sekete le makgolo a mararo a dipula le dithoto di akaretsa megala ya letheka, dichaene tsa melala,palamonwana le manyena. A re dithoto tseo tsotlhe di ne di ka lopa madi a a kana ka makgolo a robabongwe le sephatlo sa dipula. A re basimane bao ba ne gape ba ya go tlhasela mogokgo wa sekole se sebotlana sa Maiphitlhwane kwa Pitsane, mme ba mo tshosetsa ka thipa gore a ba neele madi. A re ba ne ba tsaya sekete le makgolo a mabedi a dipula, karata ya banka le koloi ya modiro wa GMW. A re ba ne ba tsaya gape le megala ya letheka, thelebishini, le sebalamakgolo. A re dithoto tseo di ne di lopa madi a a ka tshwarang dikete di le lesome le bobedi tsa dipula. Rre Mokumakwa a re mapodisi ba ne ba latedisa dirukutlhi tseo mme ba kgona go di tshwara ba bo ba tsaya le dithoto tseo tsotlhe ko ntleng ga karata ya banka e ba neng ba e latlhile le madi a ba neng ba setse ba a dirisitse. A re basimane bao ba ne ba itshupa fa pele ga lekgotla ka Labotlhano, mme e bile ke batho ba ba itsiweng, gape e le badira melato ba gale. O tsweletse ka gore mo tiragalong e nngwe, mosimane mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, o ne a thuba a bo a tseela borre ba babedi ba masole mo Rakhuna, dithoto tsotlhe mo ntlong. A re borre bao ba masole ba ne ba seo botlhe ka nako ya tiragalo eo, a tlatsa ka gore dithoto tse di utswilweng di ne di akaretsa dithelebishini, dilwana tse dinngwe tsa motlakase, kobo le diaparo, a re dilwana tsotlhe di ne di lopa madi a a kana ka dikete di le masome a marataro a dipula. Rre Mokumakwa a re mapodisi a ne a tshwara legodu leo a sena go longwa tsebe ke bangwe, mme ba kgona go busetsa beng dithoto tseo tsotlhe, a tlatsa ka gore mmelaelwa o ne a itshupa fa pele ga lekgotla ka Labotlhano. O ne a re o rotloetsa setshaba go nna podi matseba ka dinako tsotlhe, le gone gore ba nne le mowa wa ntebele ke go lebele, e bile ba leke gore, fa ba tswa mo malwapeng, go ne go nna le yo o ka salang a lebeletse. Mo go tse dingwe Superintendent Mokumakwa a re go ne ga nna le tiragalo e mo go yone, mapodisi a Ramatlabama a tshwereng banna bangwe ba bararo ka motsoko o o sa letlelesegeng mo Botswana. A re banna bao, e leng Witness Zombayi wa dingwaga tse masome mararo le bongwe le Norest Kamorai wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe ba ba tlholegang kwa Zimbabwe, ba na le Josiah Ngwenya wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa ene e le Motswana, ba ne ba tshwarwa bosheng ke mapodisi a a neng a theogetse. O tsweletse a re borre bao ba ne ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota Regius, e mo go yone go fitlhetsweng mabokoso a motsoko a le makgolo a robabongwe, masome a mane le botlhano tsa metsoko ya disekerese ya Pacific Blue e e sa letlelelweng mo Botswana, mme go lebega ba ne ba ya go e tlodisa molelwane go ya kwa Africa Borwa. A re borre bao ba ne ba isiwa kwa go ba ofisi ya dithoto le makgetho (BURS) kwa ba fetileng ba atlholwa dikete tse di masome a mabedi a dipula. A re metsoko eo le koloi di santse di tshegeditswe go fitlhelela ba duela madi ao. crime_law_and_justice 1 Sekolo sa Mantshwabisi se kopa thuso Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Mantshwabisi, Mme Sethunya Mmusi, o kopetse sekolo sa gagwe kemo nokeng, bogolo jang ya ditsompelo ka jaana sena le dikgwetlho tse di farologanang le tsa dikolo tse dingwe kwa kgaolong eo. Mme Mmusi o kopile jalo ka bosheng fa sekolo sa gagwe sene se abelwa di-khomputara ke sekolo sa ithutelo tiro sa IDM. O tlhalositse fa kgwetlho-kgolo ya sekolo sa gagwe ele gore se amogela bana ba bantsi baba tswang kwa masimong aa mo kgaolong jaaka Mosime, Lerulakala, Maseru, Marezwe le dikgaolwana tse dingwe. A re sebe sa phiri ke gore batsadi ba bana bao, ba bontsi jwa bone ba filweng boroko mo sekolong, e santse ele batho ba ba saletseng fa moragonyana fa go tla mo go lemogeng botlhokwa jwa thuto, mme bokgakala jwa masimo bo dira gore batsadi ba seka ba nna le seabe sepe fela mo thutong ya bana ba bone. A re seo se felela se nna le seabe mo go direng bokoa ga sekolo seo mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. A re bana bao ba tlhoka go isiwa magaeng fa dikolo di tswalwa, le go ya go tsewa fa di bulwa kgotsa fa ba ngwegile mo sekolong jaaka ele selo modiro, mme a re letlhoko la koloi le dira gore fa gongwe ba palelwe ke go tsaa bana bao. O tlhalositse fa monongwaga go setse go ngwegile bana ba le lesome le bobedi ba ba dirang mophato wa botlhano le wa borataro, mme ba ise ba kgone go ba latela ka ntlha ya letlhoko la koloi. Mme Mmusi a re ba beile fela mo letlhogonolong la baithaopi go tswa mo motseng go nna ba ba thusa ka sepagamo. O ne a tlhalosa fa go nna kgakala ga bana bao ba ba tswang kwa masimo, go folodisa sebaka sa bone sa go tsena dithuto tsa matlhagola tsela pele ga ba ka simolola mophato wa ntlha, mme a re seo se dira gore ba nne ba saletse kwa morago. Mme Mmusi o ne a akgolela sekolo sa ithutelo tiro sa IDM go ba thusa ka dikhomputara, a re seo se tlaa thusa go tokafatsa maduo a sekolo sa gagwe sea reng se ntse se tokafala ngwaga le ngwaga mo ngwageng tse tharo tse di fetileng. O supile fa e rile ka ngwaga wa 2015 sa bona maduo a 26 per cent mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, mme yare ka ngwaga wa 2016 sa bona 37.3 per cent pele ga se bona 44.9 per cent ngogola. E ne yare a ba fa lefoko la kgothatso, mogolwane wa thuto go tswa kwa Letlhakeng, Rre Elijah Mothabi, a kopa bodiredi jwa sekolo seo gore ba seka ba ineela mo dikgwetlhong tseo, mme ba tswelele ka go leka ka gotlhe mo ba nang nago. O ne a kopa batsadi le bo radikgwebo go ema sekolo seo nokeng go tokafatsa maduo le go thusa go diragatsa maikaelo a lephata la thuto la gore ngwana mongwe le mongwe a bone tshwanelo ya gagwe ya go bona thuto go sa kgathalesege gore o bokgakala bo kae le ditlamelo. bokhutlo. BOKHUTLO education 4 Ba-na-le bogole ba supa maiteko Monana yo o tshelang le bogole mo Kanye, Rre Mpho Kumako yo o dingwaga tse di masome mabedi le borataro o tsweletse sentle mo kgwebong ya gagwe ya go hirisa ditante. Mo potsolotsong le O tlhalositse fa kgwebo eo, e a e simolodisitseng morago ga dingwaga di le mmalwa a sena go foufala ka 2005, e ne ya rotloediwa ke ba lekalana la bong. Rre Kumako a re e ne ya re a sena go kokonelwa ke letlhoko la mmereko a bona go le botoka go isa kopo ya go rotloediwa ka madi go itlhamelo tiro kwa ofising ya ga Tautona ka thuso ya ofisi ya ba-na-le bogole ka 2012 mme a atlega ka 2013. A re o ne a reka didirisiwa tsa kgwebo jaaka; tante, ditilo le ditafole ka lemme le a neng a thusitswe ka lone go simolodisa kgwebo. O ne a tlhalosa fa a ne a godisa kgwebo ka go kopa dithendara mo makalaneng a a farologaneng a puso mme ya re morago a reka didirisiwa tse dingwe tsa kgwebo go e atolosa ka didirisiwa tse di neng di le teng di ne di sa lekana. O tlhalositse fa e le mongwe wa bagwebi ba ba phadisanelang dithendara tsa puso le bagwebi ba bangwe, ka jalo seo se mo tiisa moko le go feta gore a bereke ka natla. O ne a tlhalosa fa a kopana le dikgwetlho di tshwana le bogodu jwa didirisiwa tsa kgwebo ka bomme bangwe ba mo amogile ditilo di le masome mabedi. O ne a tlhalosa fa kgwebo ya go hirisa ditante e le ntsi mo kgaolong, a tlatsa ka go re seo se ba gwetlha gore ba itome molomo wa tlase fa ba isa ditirelo kwa bareking. Rre Kumako a re o inaakantse le dilo tse di farologaneng go bapatsa kgwebo jaaka Facebook ka a butse tsebe ya kgwebo e e bidiwang Kumakwa Investments. O ne a tlatsa ka go re o tsamaya ntlo le ntlwana a bapatsa kgwebo ya gagwe mo maphateng a puso. O ne a tlhalosa fa kgwebo e ya ditante e fetotse botshelo jwa gagwe ka jaanong o kgona go ituelela ntlo ya phiriso mme e bile gape o ituelela le tshireletso ya dithoto kgwedi le kgwedi. O ne a kgothatsa banana gore ba seka ba iteba dinala mme ba inaakanye le mananeo a puso go itlhotlhora lehuma, a tlatsa ka go re go tshela ka bogole ga go thibele go itirela ka diatla. Ka jalo a kgothatsa ba-na- le bogole go ema ka dinao ba itlhamele mebereko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Boitseanape jwa tiriso ya khomputara bo botlhokwa Kgosi Motshegetsi Bakwena wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole a re go tlhaelelwa ke boralekgotla kwa kgotleng eo, go kgoreletsa tiro ya gagwe. O boletse mo potsolotsong fa kgotla ya gagwe e na le batho ba ba tlhokang go thusiwa ka mabaka a a farologaneng, mme a ka se kgone go dira ditiro tsotlhe a le nosi. Kgosi Bakwena a re boralekgotla ba mosola ka jaana ba tsogela mo kgotleng go tla go reetsa le go thusa kgosi dikgang. A re o na le ralekgotla a le mongwe ka jaana ba le lesome le bobedi ba ikgogetse morago ka e ne e le baithaopi. “Ka tsamaiso ya Setswana, kgosi ga a tshware kgang a le nosi go itsa dingongorego tse dintsi, ka jaana boralekgotla ba thusa go kanoka le go letlanya,” a tlhalosa jalo. O ne a kopa puso go atswa boralekgotla gore ditsheko di tle di kgone go tswelela. Kgosi Bakwena o tsweletse a tlhalosa gore fa a seo mo kgotleng ka tiro, go a tswalwa, mme fa go ne go na le boralekgotla ba ka bo ba thusa mo boseyong jwa gagwe. A re fa a ne a sena mokwaledi wa moithaopi e leng Rre Blockie Modise, ofisi ya gagwe eka bo e etle e lotlelwe ka nako ya tiro. Rre Modise ene o tlhalosite fa kgotla ya bone e thusa batho ba ka nna lesome le bosupa ka letsatsi, mme nako nngwe go kile ga tla batho ba le makgolo a mabedi ba batla godirelwa mokwalo go ya go dira Omang le matsalo a bana. Ralekgotla, Rre Diteko Tshenyego, a re ba imelwa ke dikgang ka jaana tse dingwe mapodisi a Lekgwapheng a di tsisa kwa go bone fa ba lemoga gore modiramolato o tshwanetse go kgalengwa go na le go gatisiwa menwana. A re o na le dingwaga tse tlhano a ntse a ithaopile, mme o imelwa ke dikgang tse di tsenang ka mmetela kwa kgotleng. Mokhanselara wa Lekgwapheng, Rre Basi Kgoleyamotho a re go nna thata mo go bone e le mapolotiki gore ba supe motho ka monwana gore o molato ka e tla a re ka moso a batla go emiwa nokeng ka tlhopho e bo motho wa go nna jalo a gana. A re mme ba kgona go kgalema fa ba buisa phuthego ya kgotla jaaka mo dikgannyeng tse di akaretsang petelelo, dipolao le kgokgontsho. Bokhutlo education 4 Badiri ba DBES ba agetse motlhoki ntlo Babereki ba lephata la DBES ba Letlhakane ba akgoletswe tiro e ntle ya go supa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba agela matlo. Kgakololo e e dirilwe ke tona wa ditsha le matlo yo gape e leng mopalamente wa Boteti borwa, Rre Lebonaamang Mokalake fa a ne a bula semmuso ntlo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boitiketso e lephata la DBES le e agetseng lelwapa la ga Bontshwanetse Setebelekwane kwa Mokobaxane ka Matlhatso. Tona Mokalake o ne a leboga badiri ba go bo ba ba na le moya wa kutlwelobotlhoko ebile ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e ketlwelobotlhoko ebile e kgathala ka ba bangwe. O bile a re ba arabile selelo sa puso ka jaana puso ka nosi e ka se kgone go agela batlhoki botlhe ba lefatshe leno matlo, a re bonno bo botlhokwa ebile bo fa seriti, a bo a kopa maphata, le makalana a a ikemetseng, dikereke, ba na le seabe botlhe le Batswana ka kakaretso go tsaya malebela gore ba thuse puso. Tona o ne a re ke ntlo ya bobedi lephata le le e aga mo kgaolong ya Boteti a bo a re ga se gore ba dira jalo ka ba na le madi, ba dira ka lerato le kutlwelobotlhoko. A re ba tshware fela jalo ka go tlhokomela ba bangwe ka e se bone fela ba ba tlhokang thuso. E rile a itebaganya le ba lelwapa le le abetsweng ntlo a re toro e ba saleng ba e lora ya go nna le bonno e diragetse, ka jalo ba nne mo go jone ka lorato ba e tlhokomele, a kgothatsa motlhokomedi wa bana ba go dira tshingwana ya merogo e ba ka itshetsang ka yone. O ne a kopa ba lelwapa la ga Setebelekwane go babalela ntlo e go netefatsa gore ga go ope yo o e tseelang bana, ebile e seka ya rekisiwa, a re puso e tshwentswe thata ke seemo sa go rekisiwa ga malwapa le one a dithuso tota. Tona o ne a abela bana bao dikobo di le tlhano, ba DBES Francistown dikobo tse pedi, le tse dingwe dimpho ka go farologana. BOKHUTLO society 9 Mogodi o fitlhetswe a tlhokafetse Mosadi wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa (67) wa motse wa West Hanahai o fitlhetswe a tlhokafetse morago ga pego ya gore ga a bonwe. Mo potsolotsong le A re go ne ga begwa gore o bonwe labofelo kgwedi eno e le masome mabedi le bone morago ga dithopho. Morago ga go amogela pego e, a re ba ne ba bolotsa letsholo le ba neng ba le kopanetse le morafe la patlo ya gagwe, mme ba mmona ka Tshipi a tlhokafetse mo sekgweng. Rre Lekone a re setopo sa gagwe se se neng se ise se senyege, se bonwe dikhilomithara di ka fera bongwe go ya kwa go tse di lesome go tswa mo West Hanahai. A re go belaelwa fa mme yo, a ka tswa a sule fela ka jaana a se na dipe dikgobalo kgotsa matsadi mo mmeding. A re go lebega fa mosadimogolo yo, a ne a latlhegelwa ke tsela ya go ya lwapeng, mme a ratha sekgwa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Moretlwa o lelela lekolwane Lekgotla la ditsheko la Setswana la Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le pegile lekawana lengwe dithupa tse thataro mo maragong ka molato wa bogodu. Lekolwane leo, Thato Moeng wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone wa kgotlana ya Gulubane kwa Tati Siding, o ne a pegwa dithupa tseo a sena go bonwa molato wa go utswa ditlhako di le tharo mo lelwapeng lengwe gone kwa Tati Siding. Go boletswe fa mosekisiwa yoo, yo o direlang khamphani ya China Railway e e atolosang tsela ya Tonota-Francistown, a ne a bonwa ke bangwe fa a ne a tlhagela mo lelwapeng leo. Ba ile ba belaela lomepe, ka jalo ba begela mapodise ka tiragalo eo, mme mosekisiwa o ne a fitlhelwa ka tse pedi mme tsa boraro a setse a di rekiseditse mongwe. Mosekisiwa o ne a ipona molato mme a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko, a supa fa kgolegelo e ka mmaya ka fa mosing ka a ka latlhegelwa ke tiro e bile a tlhokomela ngwana wa gagwe wa dikgwedi tse di lesome le borobabobedi gammogo le ba lelwapa la gagwe. Fa a ntsha katlholo, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding yo o neng a reeditse tsheko eo o ne a supa fa molato o o dirilweng ke mosekisiwa o ka baka gore a dise poo lobaka lwa dingwaga tse tharo, a re fela o ne a tsaya tsia boikuelo jwa gagwe le gore ke modira molato wa ntlha. Ditlhako tseo di ne tsa tsisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla le ne la laela gore di busediwe mong wa tsone. Gontse go le foo, Kgosi Nkgageng o ne a gakolola batho kgatlhanong le go reka dilwana tsa bogodu, a re seo se ka felela se ba tsentse mo mathateng a a ka bakang gore ba tseelwe dikgato tse di maleba. O ne a rotloetsa batho go dira dipatlisiso tse di tseneletseng pele ba reka sengwe mo mongweng go tlhomamisa gore a ke sa morekisi tota, a re mme fa ba na le dipelaelo dingwe ba tshwanetse ba begela ba ba maleba. crime_law_and_justice 1 Ba kopilwe go dirisa metsi sentle Mookamedi wa khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation, Rre Mmetla Masire, o kopile banni ba Machana kwa kgaolong ya Borwa go dirisa metsi ka kelelelo. O buile se kwa pulong semmuso ya sediba le dipompo kwa motseng oo, tse di agilweng ke moepo wa Jwaneng o tshwaragane le water utilities le dikhamphani tse di gwebang le moepo. Tiro eo, e e lopileng P3.7 million, e ne e ya rolwa semmuso ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi ka Mosupologo Rre Masire o kopile banni ba Machana go somarela didirisiwa gore di ba solegele molemo nako e telele. A re selelo sa letlhoko la metsi kwa motseng oo se tlaa kgaotsa ka metsi a a goketsweng a feta selekanyo se banni ba motse ba se tlhokang. O boletse fa mo dingwageng tse tsotlhe, metsi a ba ntseng ba a siela banni ba Machana a ne a sa lekane ebile ba tshwanelwa ke go tsamaya sebaka se se leele go ba gela metsi kwa Moshupa le Kanye. A re mo godimo ga sediba le dipompo tseo, water utilities e goketse metsi kwa kgotleng le kwa sekoleng se sebotlana le dipompo tse pedi tse ba tlaa gang metsi mo go tsone ka dikarata. A re tiro eo, ke sekao sa tirisanyo mmogo fa gare ga puso le dikhamphani tse di ikemetseng. A re Debswana e kgathala ka matshelo a batho ke sone se e boneng go tshwanela gore e gokelele ba Machana metsi go ba tlhofofaletsa botshelo le go fokotsa mokgweleo kwa metseng e ba ntseng ba a ga metsi kwa go yone. Kgosi Malope II o ne a akgolela Tautona go nna le seabe mo go netefatseng gore Machana o nna le metsi ka nako ya a le mopalamente wa kgaolo eo. O ne gape a leboga Debswana go direla merafe e e bapileng le moepo ka botswapelo. O kopile banni go dirisa metsi ka fa go tshwanetseng, e seng go nosa loruo. Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare, o rotloeditse dikhamphani tse di ikemetseng go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke water utilities, Debswana le dikhamphani tse di gwebang natso. A re popagano eo le tirisanyommogo di tshwanetse go tshweledisiwa gore di tle di solegele Botswana molemo. Bokhutlo society 9 Dikakana ga di alafesege Bolwetse jwa dikakana ke bolwetse jwa tlhakanelo dikobo jo bo bakwang ke mogare wa HPV. E rile a ruta batsena dipuisano e e neng e rulagantswe ke ba lephata la temo-thuo, mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo, Rre Kgotla Magoutswane a supa fa bolwetse jo bo tshelanwa ka tlhakanelo dikobo, a bo a tlhalosa gape fa bo sa alafesege mme bo kgona go laolesega. O tlhalositse fa bolwetse jo bo nna mo mading a motho, mme bo kgona go nna sebaka sa kgwedi go ya kwa go tse di masome mabedi bo sa itshupe, a supa fa dikakana tse di tswa mo bonneng kana mo bosading mme di kgona go babababa. Rre Magoutswane o boletse fa dikakana di kgona go nyelela mme mogare wa tsone o sale mo mading, se se raya gore di kgona go tswa gape. O tlhalositse fa dikakana di kgona go fetisediwa kwa leseeng ka nako ya pelegi fa di sa alafiwe kana di baka kankere ya molomo wa popelo. Rre Magoutswane o boletse fa dikakana tse di alafiwa ka go tshubiwa le go dirisa melemo mangwe e e dirang gore di foforege. Mo go tse dingwe, Rre Magoutswane o ne a tlhalosa fa go na le metsi a a tlwaelesegileng a a tswang mo bosading fa mme a tsamaela go tsena mo setswalong le fa a fetsa, ka nako ya tlhakanelo dikobo le fa mme a imile kana a amusa. O tlhalositse fa metsi a a sena monko ope, a bo a supa fa go na le a mangwe a a sa tlwaelesegang a a tswang ka bontsi a le mmala o mosetlha, o morokwa kana a le matala a na le monko o o kareng tlhapi, a kopa bomme gore fa ba bona dikai tsa go nna jalo, ba fefogele kwa bookelong go kopa thuso. O tlhalositse fa metsi a a bakwa ke go itsenya melemo ya setso ka fa bosading, go tsenya monwana mo bosading fa mme a tlhapa, go tlhapa ka melora kana go sa itshutlha sentle fa mme a sena go tlhaphologa. O boletse fa ka dinako tse dingwe metsi a a bakwa ke malwetse a sukiri, mogare wa HIV le bolwetse jwa kankere. O kopile bomme gore fa ba sena go tlhapa, ba tsee metsi a a tswang mo pompong a sa tsenngwa sepe, mme ba a dirise go tlhapa bosadi, a bo a ba kopa gape gore ba seka ba tsenya menwana ka fa bosading. Rre Magoutswane o supile gore fa baratani ba ka ikalafela malwetse jwa tlhakanelo dikobo mmogo a ka kgona go fela, mme fa go ikalafa a le mongwe ba tlaa nna ba bina pina e e sa feleng. health 6 Ofisi ya sepodisi kwa Tsau e shele E rile ka Labone (03/07/2014) bodiredi jwa kgotla ya Tsau bo theogela, jwa felelwa ke mafoko bo fitlhela leru la mosi le apesitse diofisi tsa bone. Mothusa kgosi, Rre Gaetimelwe Keatlholetswe o tlhaloseditse ba lekana la dikgang la BOPA fa ba fitlhetse ofisi ya ba sepodise e apesitswe ke mosi mme dithoto dingwe mo teng di jelwe ke molelo. A re ba ne ba patelesega go theogelela kwa ntle ka jaana segau sa dithoto tse di shweleng se ne se thibile diofisi tsotlhe. O tsweletse a re ba fitlhetse mabolokelo a difaele tsa bosupi a lorile mme ka lesego dithoto tse dingwe jaaka ditafole le ditilo di ne tsa seka tsa kapa molelo. A re ba belaela tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Laboraro (02/07/2014) ka go lebega modira molato a ne a batla go nyeletsa bosupi. Le fa go ntse jalo, Sergeant Ezekiel Keakopa o supile fa ba ne ba tsibosiwa ka tiragalo eo ke mongwe wa lepodise yo o neng a tsile go pega folaga maphakela. A re ba fitlhetse lebati la ofisi le robilwe, difaele tsotlhe tsa bosupi di lorile, a tlatsa ka gore selalome seo go lebega se ne sa tsaya dilotlele tsotlhe tsa diofisi ka jaana ba fitlhetse di seyo. A re ba ne ba begela ba sepodise kwa Sehithwa mme ba latedisa motlhala ka go tlhoka lesego wa felela mo sekonotereng. Sergeant Keakopa o boletse fa ba tshegeditse rre mongwe mabapi le tiragalo eo ka jaana a ne a lebanwe ke go tla go arabela kgang ya bogodu. A re ba ne ba itsise rre yoo fa kgang ya gagwe e tla tsena ka Labone mme tiragalo ya nna ka lone letsatsi la tsheko ya gagwe. Mo go tse dingwe, go bolelwa fa borukutlhi jwa boitshwaro jo bo makgasa jwa banana bo tshwenya thata bogolo jang fa ba sena go itsheela ka ba felela ba lwantshana. Kgosi Keatlholetswe o boletse fa borukutlhi jwa leruo bo bonala thata mo merakeng e e gaufi le motse wa Habu. Le fa go ntse jalo, kgosi a re go rena kagiso le thokgamo mo motseng, a tlatsa ka gore khiro ya mapodisi a boithaopo e dirile pharologanyo e tona ka seemo sa borukutlhi se wetse tlase fela thata. O lebogetse mananeo a puso, a supa fa a goroga mo motseng le fa a le boutsana. A re lenaneo la LIMID le ntsha tlhogo ka baikopedi ba lone ba le bantsi e bile maduo a bonala. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kokobelang maikutlo banni ba Makopong - Moitoi Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Pelonomi Venson-Moitoi o kopile banni ba Makopong go kokobela maikutlo mme ba inele puso diatla metsing mabapi le dikgang tsa bogosi jwa bone. O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo mo leetong la gagwe la go lekodisa banni ba ka kgang eo. Bangwe ba dumela gore bogosi jwa motse oo ke jwa ditlhopho mme bangwe ba re bo a tsalelwa. Tona o boleletse morafe gore ba seka ba ne ba reetsa dikgang tse di senang boammaruri ka metswedi mengwe ya dikgang ka jaana di ka tloga tsa ba kgaoganya. Mme Venson-Moitoi o tlhalositse gore fela jaaka merafe e mengwe ya lehatshe leno, le bone ba na le tshwanelo ya go tshela ka boitumelo. Tona o tlhalositse gore go ya ka dibuka tsa ditso, bogosi jwa motse oo ga se jwa ditlhopho mme motlhala wa ntlha wa ditlhopho o simolotse ka 1946 fa molaodi wa nako eo wa mosweu wa puso ya ga Mmamosadinyana a ne a sa utlwane le Kgosi Phologo wa nako eo. A re le fa go ntse jalo, Kgosi Phologo o ne a fenya ditlhopho, mme ga nna fela jalo go fitlhelela ka 1982 le go feta. Tona a re baikuedi ba tshwanetse go itse gore ka ba ne ba ile kwa makgotleng a ditsheko, gone ga atlholwa puso e sa isa letlhakore la yone la gore ke eng ba dumela gore bogosi jwa motse oo ga se jwa ditlhopho. O kopile maitshwarelo gore a bo go nnile le boitseme mo letlhakoreng la puso go isa kgang ya gore go tsile jang gore e nne e kare bogosi jwa motse oo ke jwa ditlhopho mme go sa nna jalo. A re ke ka moo a boetseng kwa go ba molao go ba botsa gore ba atlhotse jang kgang bosupi bo se mmogo, mme fa ba ka mo gana, o tlaa boa a tla go dira jaaka taelo ya kgotla ya ditsheko e bua. Mme Venson-Moitoi a re puso e feletse e seega kgosi Vincent Phologo mo tirong ka jaana lekgotla le rile go tlhophiwe mme maikaelelo ke gore go nne fela jalo go fitlhelela kgang eo e fela, a tlatsa ka go re puso e tlaa nama e bone gore e dira jang gore tiro ya kgotla e seka ya ema fa kgang e ise e hele. O supile gore go botlhokwa gore kgang eo e pataganelwe e buiwe ka mewa e e wetseng ka jaana e le kgang e tona. E re le ntswa morafe o ne o sa dumalane ka bongwe fela jwa pelo, ba lebogetse tona gore a bo a bone nako ya go ba lekodisa mme ba supa fa ba na le tumelo ya go re go tlaa bonwa tharabololo. BOKHUTLO society 9 Banni ba Thamaga ba itumelela metsi Kgosi Gobuamang Gobuamang wa Thamaga a re morafe wa gagwe o itumeletse go boo onwa metsi a a monate a a tswang kwa bokone jwa lefatshe leno. Kgosi Gobuamang o buile jaana kwa tshimolodisong semmuso ya mafaratlhatlha a ditanka tsa metsi tse di nosang motse wa Thamaga le Moshupa go tswa kwa masimong a Gamononyane kwa go agilweng teng madirelo a a tsayang metsi go tswa bokone ka phaephe e tona go tswa Mmamashia a bo a fetisediwa Thamaga. Kgosi a re e re ntswa morafe o sa bolo go emela gore mafaratlhatlha ao a a tsamaisang metsi a ise metsi kwa Thamaga, go fela pelo moo jaanong go sutlhegile ka pela mo ditlhaloganyong tsa banni ka jaanong ba anwa metsi a a monate a matamo. A re metsi ao a goroga le mo malwapeng mangwe a a neng a sa itse metsi. Ka jalo, o akgoletse puso go diragatsa ditsholofetso ka jaana metsi e le botshelo. Fa a rola semmuso mafaratlhatlha ao, tona wa Lephata la Metsi, Tlhokomelo Lefatshe le Kgopho ya Metsi a a Leswe, Rre Kefentse Mzwinila o tlhalositse gore e re ka tlhaelo ya metsi e le kgwetlho mo lefatsheng leno e bile seemo se gakadiwa segolo bogolo ke mauba a a diragalang kgapetsakgapetsa, se se baya matshelo a batho mo kotsing. Ka jalo, o kaile fa tlhaelo ya metsi e tlhoka gore go tsiwe ka methale e e farologaneng go leka go lepalepana le bothata joo. Tona a re seemo se se pateletsa puso gore mo tsamaong ya nako go tlhakanngwe metsi a didiba le a matamo go nosa batho ka gore metsi a a leng teng ga a lekane selekanyo se se tlhokegang go nosa batho. O tsweletse a tlhalosa gore mo isagong, puso e na le dikakanyo tsa go tsaya metsi kwa Lesotho kgotsa go ka dirwa diphaephe tse dingwe go tswa kwa nokeng ya Chobe go ralala lefatshe le go tsisa metsi mo borwa ka go bonala fa e le gone kwa tlhaelo ya metsi e leng ntsi thata teng. A re gongwe metsi a ka tsewa kwa Namibia kwa lewatleng le mo didibeng dingwe mo lefatsheng leno tse di nang le metsi a mantsi di tshwana tsa Masama kgotsa kwa Pallaroad. Tona Mzwinila o gateletse botlhokwa jwa go batla metswedi e mengwe ya metsi ka go bo seemo se pateletsa gore sengwe se dirwe. society 9 ESP e fa banni ba Palapye tsholofelo Banni ba Palapye ba galaleditse lenaneo la go rudisa itsholelo ba re fa le ka dirwa jaaka le tlhalosiwa le tla a ba solegela molemo. Banni ba Khurumela le Lotsane, ba kopile mopalamente wa bone Rre Moiseraela Goya go bua le puso ka magatwe a gore badirelapuso bangwe ba rekisa dithendara. Ba re kgang e, e a ba tshwenya ka gore ke gone fela kwa modi wa mathata o simologang teng, e re le fa lenaneo le a bo le tlaa bo le le lentle le bo le kgotlelwa ke tsone dikgang tsa “njesa sengwe” tse ba rileng di atile thata mo diofising tsa puso. Ba ne ba supa fa ba amogela mogopolo wa go nonotsha itsholelo, mme ba re fela jaaka tlhaloso e supa fa le ya go inola Batswana mo lehumeng ka go tsenya ditiro mo matsogong a bone. Ba ne ba re nako e tsile ya gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha ka gore go gola ga Palapye go dira gore borukutlhi bo ye magoletsa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khurumela, Rre Kelatlhegile Gontse o ne a supa fa ba ikaelela go lema merogo mo kgotleng le go rua dikoko le o tlhabolola kgotla ya Makabi. O ne a supa gape fa ba na le bothata ka dinako tsa dipula a re ba agelwe motshelakgabo mo molapong gore ba kgone go tlola. Rre Gontse a re e tlaa re mo ngwageng o o tlang ka Mopitlo, terena e e rwalang batho e bo e simolola go tsamaya, le gone go supa fa mo nakong eno madirelo a a fetlhang motlakase a Orapa, Matshelagabedi le Morupule B a dira sentle. Mothusa mokwaledi wa khansle, Rre Gobotswang Ramogala o ne a latlhela ka tsamaiso ya lenaneo la ipelegeng a supa fa le dirisa madi a mantsi a re kgotla e le nngwe e kgona go dirisa go feta P800 000 ka ngwaga. O ne a re lenaneo leo le thusitse Batswana ba le bantsi fela thata, ba a rileng ba dirisa madi ao go reka mo dikgwebong tsa Batswana mo Palapye, fela ke gore batho ba lone lenaneo la ipelegeng ga ba tsamaise dilo ka fa go tshwanetseng segolo jang ba ba le eteletseng pele kwa dikgotleng. Fa a leboga, mokhanselera wa kgaolo ya Lotsane/Tlhomadithotse Rre Lesego Setlhare, o ne a leboga puso ka lenaneo la go rudisa itsholelo, a bo a re o tlaa kopana le ba VDC ya gagwe go ikgolaganya le dikhamphani go ba kopa go tlhokomela sekole sa Boipuso se mo nakong eno se sa direng sentle, mme a lebogela gape gore go tlaa dirwa tsela ya kgaolo ya gagwe go ya kwa kokelwaneng. O ne a kopa gore puso e thuse balemi-barui go ba epela didiba le kgokelo ya motlakae kwa merakeng ka ditlhwatlhwa phokoletso, a re kana ke gone ko itsholelo ya lefatshe leno e lebileng teng. O ne gape a re go le gantsi mafelo a a mo letshitshing la noka ke mafelo a a nonneng go ka dirisediwa bojanala, a supa fa lefelo la morwalela le ka dirisediwa seo. politics 7 'A ditsheko dineelwe makgotla a setswana fela' Balemi barui kwa Kanye ba kopile puso gore ditsheko tsa bogodu jwa leruo di sekisediwe kwa makgotleng a Setswana fela go na le a bo mmakaseterata. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro e e neng e biditswe ke kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Gasitsiwe Malope II. Kgosi o ne a biditse Bangwaketse go bulela ditsheko le manyalo monongwaga le go ba lekodisa ka go tsosolosa dikgafela, go bitsa mophato o mosha le bogodu jwa leruo jo bo apesitseng kgaolo kobo ka letshoba. Balemi barui ba buile ka bongwefela ja pelo gore molao o hetolwe ka gore go nna teng ga babueledi (lawyers) go dira gore magodu a leruo a tsietse barui ka gore ga ba na madi a go reka babueledi. Ba boletse fa bogodu bo ile magoletsa ka gore ba lemogile fa babelaelwa ba tshwarwa ba bo ba ntshiwa ka go letela tsheko kwa ntle mme ba senye bosupi. Ba boletse fa dikgosi di itsi sentle fela thata mebala le matshwao a dikgomo le gore di sikana jang, ba boletse fa ba itsi dithota tsa bone le gore mang o na le dikgomo di le kafe le gore magodu e ka nna bafe. Ba boletse fa go seka mo makgotleng a Setswana a le botoka thata ka ebile ko go bommakaseterata ditsheko di kgweleana. Balemi barui ba ntshitse mogopolo wa gore dikotlhao tsa bogodu ja leruo di okediwe go tswa mo dingwaga tse di tlhano go simolola ka tse di lesome le bongwe le botlhano go ya ko godimo. Ba boletse fa bangwaketse bangwe ba itsi magodu ao mme ba lobela mapodise boammaruri. Ba kopile gore maphata a puso go balelwa le a khansele ba thuse mapodise ka dikoloi go lwantsha magodu a a tlhakaladitseng mo lefatsheng la Botswana. Bangwe ba boletse fa bat la itseela molao mo diatleng fa molao o sa hetolwe ka gore ba feletswe ke leruo. Bangwe bone ba buile fa badisa ban a le seabe mo bogodung ja leruo ke gore gape beng ba dikgomo ga ba di tlhokemele ba nna fela ko magaeng. Bangwe ba ngongoregile ka bogotswana ja banana mo motseng wa Kanye job a boletseng bo rotloetswa ke batsadi ba bas a laoleng sentle. Ba kopile bangwaketse go dirisana le mapodise go lwantsha seemo sa gompieno , ba bolela fa bommelara ba reka dikgomo go di thaba ko matlhabelong a bone bosigo. Mo dikgannye tse dingwe tsa moruthutha Kgosi Malope II o ne a bolelela morafe gore o tshwentswe ke kgang e nngwe ka nako ya go ipapaletswa ditlhopho fa mongwe wa mapolotiki mo Kanye ebile e le ngwana wa bone wa Kanye Mokhanselara Alec Seametso a ne a seka a buisa morafe wa Bangwaketse sentle ka kgosi kgolo ya bone yoo seyong mo botshelong ko Maun. Kgosi Malope II o ba boleletse gore kgang ya teng ga ea mo tsaya sentle mme a kopa borara ja bangwaketse go tlhotlhomisa kgang ya teng gore keng fa ane a tsenya kgosi mo sepolotiking fa a bua ko motseng wa Batawana wa Maun. Morafe o dumalane go tlhopha komiti go tlhotlhomisa kgang ya teng mme morago ba busi phetolo gore kgato ba batla e tseiwa ka bofefo. Bangwaketse ba ne ba bua ka go farologana gore leina la kgosikgolo ya bone le ne la gogobisiwa mo diretseng ke Rre Seametso ko Maun fa ane a ipapatsa mo polotiking. crime_law_and_justice 1 Bakwena ba amogela leina la mothusa kgosi Kgosi Simon Manthe wa Mmopane a re ngwana wa mosimane o tlhoka kgakololo go tswa mo go rraagwe, gore a anywe maele le go tsaya boikarabelo jwa tlhogo ya lelwapa. Kgosi Manthe o buile jalo ka kgwedi eno e tlhola lesome le bone jaaka dikgosi le borre ba Mmopane ba ipelela letsatsi la borre ka go buisana ka kgodiso ya ngwana wa mosimane. O boletse gore go nna rre ke kgwetlho ka o tshwanetse wa tlhokomela ba lelwapa la gago ka go ba fa dijo, bonno le tse dingwe. Mme fa rre e le tlhogo ya lelwapa jaana, o dira jaana a tshegeditswe ke mme, ka jalo tiro ya ga mme e masisi a tlhoka go fiwa lerato. Moruti Michael Raseokamo o ne a bua gore ngwana wa mosimane o tshwanetse a gola ka fa tlase ga tlhokomelo ya borre, ba mo tsenya mo tseleng, ba mmakaanyetsa bokamoso. A re tiro e, ke boswa jo bo fetisediwang kwa dikokomaneng gore basimane ba gole e tle e nne batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng. Bana ba basimane ke bone ba ba jang leina la borrabo boswa, ka jalo fa ba sa godisiwa mo go tiileng, ko phelelong ba ka gogobisa leina le borrabo mo seretseng. Moruti Raseokamo o gakolotse fa modi wa thuto ya bana o tswa mo lwapeng, ka jalo go le botoka gore rre a itshware sentle ka gore fa a ka keteka mme, mosimane o ya go gola a itse gore mosadi o a itewa. Thuto ya ngwana wa mosimane e ya le dingwaga ngwana a ntse a gola. Fa a setse a tsena mo dingwageng tse di fa gare, a simolola go nna le kodu, le mmele o fetoga, rraagwe o tshwanetse a nna fa fatshe le ene a mo ruta gore o tsena mo legatong le lengwe la botshelo mme a mo gakolole gore go itshwarwa jang. Fa ngwana wa mosiamne jaanong a setse e le lekau, o bewa gape fa fatshe mme a nne a rutwe ka botshelo gore go nna malome kgotsa rangwane go raya eng e bile go tlhokafala eng. Nako ya fa a nyala o rutwa gape gore mosadi o tshwarwa jang, gore ga se kgetsi e go tshamekelwang mabole mo go yone. Rre Kabo Kefaletse ene o ne a bua gore ngwana wa mosetsana le wa mosimane ga ba tshwarwe ka go tshwana. Wa mosetsana o gola a rutwa ke mmaagwe go dira ditiro tsotlhe tsa go feela, go apaya le tse dingwe, fa wa mosimane a latlhelelwa, fa e se go ya morakeng fela. Mosimane o gola a itse gore o a apeelwa, o direlwa sengwe le sengwe, mme a re ke nako ya go ruta ngwana wa mosimane gore ditiro tsa lelwapa di a tlhakanelwa. A re borangwana ba nna fa fatshe le ene fela a setse a le mo mathateng, mme a gakolola gore go dirwe jalo ngwana a ntse a gola go mo itsa go tsena mo diphatseng. O kopile borre go tsaya boikarabelo jwa bone jwa go godisa ngwana wa mosimane. Kgosana ya tetlanyo, Kgosi Otlotleng Thomego o ne a gatelela temana ya gore ditiro tsa lelwapa ga di a tshwanela go tlhaolwa fa gare ga basimane le basetsana. O kopile gore basimane ba godisiwe ka fa tseleng e e siameng. A re ba tshabelelwa ke go nna dirukhutlhi le go dirisa ditagi tse di sa letlelelelweng ke molao. Mokhanselara wa Mmopane Rre James Lekgetho ene a re o itemogetse gore ngwana wa mosimane o tlogetswe kwa morago mme a kopa gore a rutwe ka botshelo. politics 7 Kabo ya ditsha e tlhoka matsetseleko Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane a re go aba ditsha ke tiro e e botlhokwa thata, e e tshwanetseng go dirwa ka matsetseleko. Rre Morakanyane o buile seo kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa modulasetilo wa lekgotla leo wa go ipelela matsalo a Morena o o neng o tshwerwe kwa lekgotleng la kabo ditsha la Tati mo Masunga ka Labotlhano (Sedimonthole 12). A re e re ka jaana lefatshe e le selotlolo sa botlhokwa mo matshelong a batho, bone e le ba makgotla a kabo ditsha jaaka e le balaodi ba lefatshe, ba tshwanetse ba itse fa go ntsha maduo ga bone go na le ka fa go ka amang matshelo a Batswana ka teng. Rre Morakanyane o ne a gwetlha badiredi ka ene ba lekgotla la kabo ditsha la Tati go gagamatsa le go tokafatsa ka fa ba laolang le go aba ditsha ka teng go tila madubadube a a tleng a diragale kwa dikgaolong tse dingwe a go lwelwa ga lefatshe, mo dikago le didirisiwa tsa makgotla a kabo ditsha di felelang di senyegile. A re fela o dumela gore therisanyo magareng ga lekgotla la kabo ditsha le ba-na le seabe ba ba akaretsang ofisi ya ga molaodi, koporase ya ditlamelo tsa metsi le maphata a mangwe fela jalo, e ka thusa lekgotla la kabo ditsha go diragatsa tiro ya bone ka botlalo. Rre Morakanyane a re gape seo se ka thusa gore tiro e ba e dirang e nne le bokao mo matshelong a Batswana le gore a lefatshe le ba le abelang baikopedi, le dirisiwa ka fa tshwanelong le gone go sologela batho molemo. O tsweletse a tlhalosa fa monongwaga ba sa kgona go abela batho ditsha jaaka go ne go solofetswe, e le ka ntlha ya dikgwetlho di le mmalwa tse ba nnileng le tsone. A re fela o itumedisiwa ke go bo mo malatsing a a sa tswang go feta, ba kgonne go ya go sega ditsha kwa metseng ya Ditladi le Letsholathebe tse di tlaa abiwang ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o tlang. Mo go one moletlo oo, lekgotla le ne la leboga le go abela dimpho badiri bangwe ba ba dikileng ba berekile ka natla mo ngwageng wa madi wa 2013/2014, mme a gwetlha ba bangwe go iteka. politics 7 Moselewapula o epiwa go sa le gale - Dow Maloko a komiti ya ditshupo mo kgaolong ya Kgatleng a kopilwe go baakanyetsa ditshupo tsa kgaolo eo ka nako. Fa a bua mo moletlong wa go kokoanyetsa ditshupo tseo madi ko dijong tsa bosigo ko motseng wa Rasesa ka Labotlhano, Tona wa Thuto go tswa kwa moding, Dr Unity Dow o boletse gore tiro eo e ka atlega fela fa ba kokoanya madi nako e santse e le teng go na le gore ba dire moletlo oo letsatsi pele ga ditshupo. Dr Dow a re nako e tsile ya gore komiti eo e eme ka dinao go godisa ditshupo a tlatsa ka gore ditshupo di botlhokwa fela thata ka ke yone nako e mo go yone balemi le bagwebi ba supang dithoto le diruiwa tsa bone. Tona o ne a rotloetsa maloko ao go tswa ka methale e e farologaneng go kokoanya madi gore ba fitlhelele maikaelelo a komiti ya bone. A re go tlhoka go dira jalo go ya go kgoba marapo balemi le bagwebi ba e leng bone tshoso e rweleng mo mhameng wa ditshupo. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa le bone ba tlaa ema ka dinao go netefatsa gore ditshupo tsa kgaolo eo ga di phutlhame a tlatsa ka gore le ko lephateng la bone la thuto go tswa ko moding ba mo tseleng ya go fetola dithuto gore go nne le fa bana ba ithutang tiro ya diatla teng mme le tsa temo-thuo di le mo teng. Dr Dow a re mo nakong e e fetileng thuto ya diatla e ne e sa tsewe tsia mme seo se fetogile a supa fa nako e tsile ya gore Batswana ba itirele ka matsogo go na le go reka dithoto ko ntle ga lefatshe leno. E ne ya re a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti eo Rre Naphtal Kaeparura a bolela fa ba bone go le maleba go dira moletlo wa go kokoanya madi e le tsela ya go godisa ditshupo tsa kgaolo ya bone. O tlhalositse fa e le tsela gape ya go golaganya bagwebi le balemi gore ba tle ba bereke mmogo go godisa ditshupo tseo. Rre Kaeparura o tlhalositse fa ditshupo tsa kgaolo ya Kgatleng di saletse ko morago thata fa a tshwantshanya le tsa dikgaolo le tse dingwe mme o ne a kopa bao ba ba neng ba tsile ko moletlong oo go ba rotloetsa le go ba ema nokeng. Madi a a neng a kokoanngwa ko moletlong oo a ne a ka tshwara P9 300 mme Tona Dr Dow ene a ba tshephisa fa a tlaa ba thusa ka sepagamo fa ba tlhoka go ya go ithuta mo go ba bangwe ka tsamaiso ya ditshupo. BOKHUTLO politics 7 Mme Seoko o itshetsa ka tshingwana E re le ntswa go lebega go na le dikgwetlho tse batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba kopanang le tsone, go lebega go na le bangwe ba ba ititiyang sehuba go di fenya. Mongwe wa batho ba ba itshetsang ka lenaneo leo e bile a ipela ka lone, Mme Marea Seoko wa Tsabong ke mongwe wa ba ba tshelang le bogole mme puso e sa mo seegela kwa thoko ka jaana e mo thusitse ka mananeo a a ka tokofatsng botshelo jwa gagwe. E re ka Motswana a rile mokoduwe go tsosiwa yo o itekang, Mme Seoko wa dingwaga tse di masome mane le bone o supile fa puso e ne ya mo thusa ka lenaeo la nyeletso lehuma ka ba ne ba bona bokgoni jwa gagwe le ntswa a ne a tshela ka bokoa. A re puso e ne ya mo direla tshingwana ya merogo ka 2012 fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma mme ba mo rekela tanka ya metsi ya dilithara tse di sekete. A re o ne a lema merogo e tshwana le beetroot, spinach, chomolia, ditholwana le pherefere. Mme Seoko o supile fa go ne ga tshwarwa ditshupo kwa Tsabong tse batho ba ba neng ba thusitswe ka mananeo ba neng ba isa dithoto tsa bone e le tsa Kgalagadi Borwa mme ka a ne a setse a robile a seka a nna maoto a tshupa go isa thobo ya gagwe go iteka lesego. A re ka motho a tshela ka mofufutso wa phatla o ne a nna le maduo a a itumedisang mo a neng a ya legatong la makgaolakgang la ditshupo kwa Gaborone mme dijalo tsa gagwe tsa feta tsa phala tsa babangwe ka jaana o ne a tsaya maemo a ntlha. A re madi otlhe a a neng a a fentse mo dikgaisanyong tsa disupiwa o ne a ithekela dilwana tsa ntlo di akaretsa setsidifatsi le raka mme madi a mangwe o ne a reka dikgetsana tsa samente tse a neng a di foroma. A re e ne ya re morago a ya go batla moagi mme a mo agela ntlwana ya boitiketso morago a mo duela ka madi a thekiso ya merogo. A re e ne ya re ka 2014 le gone a seka a ipona tsapa a ipoeletsa gape kwa ditshupong mme a fenya gape ka merogo ya gagwe e e neng e kgatlha leitlho la baatlhodi. A re madi a a neng a a fenya o ne a reka terata go agelela tshimo le go oketsa maungo le merogo tse di mo tshingwaneng. A re dipoelo tse a di dirileng fa a sena go rekisa dijalo tsa maungo a a farologaneng o ne a reka terata gore a agelele tshingwana e a e agetsweng le gone go ithekela melemo e a e tlhokang ka e puso e neng e mo thusa ka yone e fedile. O supile fa a ne a ithekela setsidifatsinyana se a tsamayang ka sone a tsentse melemo ka ba botsogo ba ne ba laotse gore melemo ya gagwe e nne mo lefelong le le tsiditsana i. Mme Seoko o supile fa a na le dikgwetlho mo tshimong ya gagwe di akaretsa diji jaaka podile le diboko le gore fa a gateletswe ke bolwetse dijalo di a swaba mme se e nne poeleo morago. A re phakela le phakela o lekola dijalo gore a ga di a angwa ke diji gope go simologa mo mmung go ya kwa matlhareng mme fa a ka bona fa diji di sentseng teng, ka mmu o a bo o santse o le tsididi o kgona go ntsha diji tseo. O supile fa o thusiwa gape ke metsi go tlhatswa matlhare fa go le phakela go ntsha diji tse dingwe. Mme Seoko o supile fa ngwaga ono a na le temo e e kgatlhisang mme a na le dijalo tse dintsi tse a di lemileng jaaka Beetroot,digwete, spinach, potata, moretlwa wa sekgoa, ocgra, chomolia, basil, kwii le dinammuni. A re tshimo ya gagwe e dira sentle ka mo nakong ya gompieno a setse a simolotse go rekisa spinach le ditamati mme madi a teng a a tsenya mo sebolokelong. Mme Seoko o supile fa bokoa kana bo- na- le bogole e se gore motho ga a kgone go itirela sepe mme go tlhoka kemonokeng ya setshaba go mo fa thotloetso, le one maitlamo go tokakafatsa botshelo jwa gago le go itshetsa. BOKHUTLO society 9 Bana ba tshwanetse go babalelwa E rile bosheng mopalamente wa Thamaga-Kumakwane, Rre Tshenolo Mabeo, a le mo leetong la go lekola kgaolo ya gagwe, a bua ka botlhokwa jwa go sireletsa bana fa a buisa phuthego kwa Mosokotso. Mopalamente Mabeo yo o neng a patilwe ke mokhanselara wa kgaolo Mme Kruger o buile gore bana ba tshwanetse go babalelwa ba sirelediwa ka e le bone ba tsogang ba eteletse pele lefatshe la Botswana. Mopalamente o ne a bua se tebang le tiragalo e e diragetseng bosheng kwa motseng wa Mosokotso, fa mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome a ne a thubediwa a bo a bolawa. O tsweletse a tlhalosa gore ditlamelo e leng dikolo di tshwanetse di atumele bana, ka ba tshwanelwa ke go kubuga ba bo ba bowa nako e setse e tsamaile se jaanong e nnang borai ja gore ba lalelwe ke dirukutlhi mo nageng. E re ntswa ditlamelo e ka seke e nne selo sa ponyo ya leitlho, bana ba motse wa Mosokotso ba tsena sekolo mo Molepolole mo nako e ntsi ba tsamayang ka dinao ka go sena dipalangwa. Mabapi le seemo se mopalamente Mabeo o kopile batsadi go ithulaganya go bona gore gore bana ba ka babalelwa jang fa ba ya sekoleng, nngwe tsela e le gore batsadi ba ba buledise, kgotsa bana ba tsamae e le digongwana go ya sekoleng. Mopalamente o ne a kopa setshaba go tshwaragana go thusa mo patlong ya mongwe yo o sa bonweng kwa Kotolaname, a kopa le ba sepodise go tlhatlosa dinao ka ba lelwapa ga mmogo le setshaba ba tlhoka ditlhaloso. Mopalamente o ne a tshwaela fa a itemogela fa motse wa Mosokotso o tseweletse ka go gola, jalo e tlaa re mo tsamaong ya nako o bo o tlhomamisiwa ka fa molaong, le ditlamelo di tsisitswe gaufi le banni. O ne a tshwaela fa go tlaa tshwanela go nna le ditlankana tsa malwapa le masimo, a gakolola le gore go seka ga letlelelwa bo-maipaafela mo motseng. O ne a tshwaela gape fa palo ya batho le yone e tlhoka go bewa semmuso ka kgosi yoo e tlaa nna maikarabelo a gagwe gore fa dikgotlhang di tsoga mo motseng oa letlanya. Mopalamente Mabeo o tlhalositse fa karata ya bagodi (Poso Card) e setse e ikwadisediwa, a tlhalosa fa tiriso ya yone e tlaa fefosa tiro le go fokotsa mosuke ka nako ya dikamogelo tsa bagodi mo diposong. O buile gape gore karata e e ka dirisiwa mo posong nngwe le nngwe mo lefatsheng la Botswana. Mopalamente o gakolotse gore bagodi ba ikwadisetse karata e. Go tlhalositswe gape le ka lenaneo la Young Farmers Fund gore jaanong le atolositswe gore monana mongwe le mongwe yoo batlang go dira kgwebo,lefa e se ya go lema le go ruwa o ka thusiwa ka lenaneo le. Tebang le se, mopalamente o ne a gakolola banana go lesa go nnela Ipelegeng, e eleng ya bagolo,jalo ba bule dikgwebo ba thuse go tsholetsa itsholelo. E rile fa ba nna le sebaka sa go ikuela mo go tona, mongwe wa banni ba motse, Rre Jabulani Mokachela, a tlhalosa fa ba sokola go bona metsi ntswa go na le sediba se se phuntsweng mo motseng, se tlhoka fela go gokelwa. Mopalamente Mabeo o ne a kopa molaodi wa kgaolo Mme Lekwape go ya go kopela banni thuso ka kgokelo ya sediba, kwa go tshwanetseng. Yo mongwe gape e le monni wa motse Rre Tuelo Kelaetse, o ne a ngongorega ka go bewa ga ditsha mo go diegang, a re go tokafadiwe. E rile a mo kgwa dikgaba, tona a tlhalosa fa bonya bo bakwa ke go dira dilo ka thulaganyo, a re ditsha di a segwa di bo di tlhatlhobiwa pele di ka abiwa. Rre Kgomotso e le mongwe wa banni ene o ne a lela ka go tseelwa masimo a bo a atswiwa ka madi, a tlhalosa fa tshimo e ka tshetsa mong wa yone go na le madi ka one a fela. Tona o ne a tshwaela ka gore lefatshe le tsewa mogo mong wa lone ka therisanyo, jalo mong o tshwanetse go nna le thulaganyo ee nitameng ya go dirisa madi mogo tlaa mo tswelang mosola. O ne a kopa batsadi ba bana go dirisanya le bana ba bone, ka go ba thusa ka lefatshe go bula dikgwebo. politics 7 Batho ba Mogapinyana ba lela ka bojalwa Banni ba Mogapinyana mo kgaolong ya Mmadinare ba lela ka thekiso ya ditagi le majalwa a a direlwang mo malapeng. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila kwa Mogapinyana bosheng, banni ba re ba itemogetse fa bangwe ba barekisi ba majalwa a Setswana a a rekisiwang mo malapeng a rekisiwa go sa salwe dinako tse di beilweng ke puso morago. Ba re mangwe a majalwa ao ke a a sa letlelelweng a a tshwanang le sekhokho. Banni ba kopile gore sepodisi se bolotse letsholo la ditagi, ba re motokwane o rekisiwa thata mo motseng wa bone. Ba re ba belaela fa majalwa le ditagi di tshwana le motokwane e le tsone di tsisang tlhakatlhakano mo motseng. Mo godimo ga se, ba ne ba lela ka go thujwa ga mabentlele le bogodu jwa leruo Fa a tswa la gagwe, Kgosi Onthusitse Maranyane a re puso e thusa Batswana ka maneneo gore ba tswe mo lehumeng mme maiteko a, a busediwa morago ke magodu ka go amoga batho diruiwa tsa bone. A re se ga se ame puso fela mme se ama le bone ba ba neng ba thusitswe ka mananeo ka gore ba felela ba boetse mo lehumeng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Esther David o lekodisitse fa kgotla ya bone e tlhokana le lepodisi le mokwaledi ka gore e tlhatlositswe maemo. A re le fa go ntse jalo go santse go na le dikgosana tse di santseng di saletse kwa morago ka dituelo, a re le bone ba thusiwe gore ba amogele fela jaaka dikgosana tse dingwe. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Mzwinila a re puso e ne ya tsaya tshwetso ya go oketsa diphatlha tsa dikgosana tsa tetlanyo ka 285. Rre Mzwinila a re dikgosana di le 640 di ne tsa salela morago ka mabaka a tlhaelo ya madi. A re go oketsa bodiredi ga go motlhofo ka gore puso e santse e na le kgwetlho ya tlhaelo ya mdi, a re puso e tlhoka P30 million go duela dikgosana tsotlhe tse 640. Rre Mzwinila a re fa madi a ka nna teng, puso e tlaa sekaseka kgang e. O ne a leboga banni ba Mogapinyana ka maduo a mantle a sekole se sebotlana sa Mogapinyana. A re se, se supa fa go na le tshwaragano le neelano fa gare ga batsadi le barutabana. Rre Mzwnila yo e bileng e le mothusa tona wa tlhabololo banana, metshameko le ngwao, o ne a lekodisa banni ba Mogapinyana ka melao e e sa tswang go dirwa kwa palamenteng e e fetileng. A re go fetotswe molao wa tsamaiso lefatshe gore batho ba ba kwadisitseng ditsha ba fiwe ditlankana tse disha tsa title deed go oketsa boleng jwa ditsha tsa bone. A re se se tlaa thusa Batswana go ikadimela madi kwa dibankeng ba dirisa ditsha tsa bone e le sesupo sa gore ba ka kgona go duela, le go thusa gore ba seka ba dirisa madi a mantsi kwa diagenteng fa ba batla go adima madi kwa dibankeng. O tlhalositse gape fa sekole se segolwane sa BOCODOL se tlaa fetolwa go nna mmadikole go oketsa boleng jwa dithuto tse di ntshiwang ke sekole seo. BOPA crime_law_and_justice 1 Magapu le marotse a ija fela Molemi wa Samedupi gaufi le Maun mo kgaolong ya Ngami, Mme Kesologetse Selo a re o senyegetswe ke thobo ya magapu le marotse ka ntlha ya go tlhoka go rekisa. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Selo o supile fa e rile a tshwanetse go rekisa, puso ya tsaya tshwetso ya kiletso mesepele ka ntata ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo bakwang ke mogare wa corona, ka jalo a tlhoka kwa a ka e rekisang teng. A re se se mo utlwisitseng botlhoko ke go bo a nnile le ditshenyegelo mo temong le go hira batho ba ba tlhagolang gammogo le gone go phutha magapu ao le marotse. Mme Selo a re o tlhaloganya fa seemo sa bolwetsi jwa COVID-19 se amile batho botlhe mme a re o ikuela mo bagwebing kgotsa barui ba ba ka kgonang go reka marotse le magapu ao gore ba a jese leruo kgotsa go dira bo dijeme gore le ene a kgone go oba letsogo. economy_business_and_finance 3 Ba batla marara a rarabololwa Banni ba kgotlana ya Ikageleng mo Selebi Phikwe ba batla tharabololo ka matlo a bone a ba reng a sentswe ke go roroma ga lefatshe. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Kgoberego Nkawana ka laboraro kwa kgotlaneng ya Ikgeleng mo Selebi Phikwe, banni ba re matlo a bone a ne a ranyega jaaka lefatshe le ne le roroma mo Phikwe ngogola. Ba re ba tshelela mo letshogong ka gore matlo a bone a ka nna a ba wela nako nngwe le nngwe, ka jalo ba santse ba emetse go utlwa puso gore e rarabolola jang seemo se. Banni ba re mangwe a matlo a, ke a ba neng ba itshetsa ka one mme ka se sebaka go retela gore ba ka ithusa ka one ka gore ga a mo seemong se motho a ka nnang mo go one. Mo go tse dingwe, banni ba kopile gore bontlha bongwe jwa moepo, bogolo jang fa go sa tlholeng go bereka teng, go dirwe sekole sa tiro ya diatla se se itebagantseng le tsa meepo. Le fa go ntse jalo, Rre Nkawana a re dikgang tsa moepo wa BCL di a nametsa. A re moepo o ka bulwa fa dikompone tse di itshupileng di na le kgatlhego mo moepong o di ka dumela go o reka, a tlhalosa fa dikompone tse tharo; ya Canada, China le Afrika Borwa di na le kgatlhego. A re bagwebi bao ba santse ba filwe nako ya go ikgotsofatsa pele mme karabo e solofetswe pele ga Seetebosigo. O ba rotloeditse go dira dikompone tse di ka kgonang go dirisa meamuso e e filthelwang mo Phikwe go dira madi, e seng go emela batswakwa go tla go dirisa dilo tse. A re Phikwe o humile mme khumo e, e ka bonala fa banni ba ka apola kobo ya boitlhobogo. O ba tlhaloseditse fa a tlaa bo a dirisa ofisi e e neng e dirisiwa ke mopalamente wa pele wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Nonofo Molefhi. A re ofisi ya mopalamente ke ya ditiro tsa puso, ga se e morafe o ka tlang go e dirisa mo dilong tsa bone tse di sa amaneng le tsa puso. O ne a ba rotloetsa go dirisa ofisi go kopanela dikgang tsa ditlhabololo kana dipe tse di amang matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa Phikwe, Rre Lotshwao Mogorosi o tlhaloseditse banni fa kgang ya matlo a a ranyegileng e le kwa ofising ya ga molaodi. A re go setse go kwadisitswe matlo a feta makgolo a mararo a beng ba one ba ngongoregang fa a sentswe ke go roroma ga lefatshe. A re ofisi ya molaodi le ba komiti ya Safe Phikwe ba itse ka dikgang tse ga mmogo le ba ofisi ya dibetso tsa tlholego. A re tona wa lephata la di-tswa mmung Rre Lefoko Moagi le ene o itse ka dikgang tse mme fa tharabololo e ka nna teng, ba ba amegileng ba tlaa itsesiwe. A re ofisi ya molaodi e ne e kopile gore moitseanape wa tsa dikago a nne a tsamaya le matlo go bona seemo mme a tlhalosa fa a tla sala kgang e morago go bona gore moitseanape yo o dira jalo. politics 7 Komiti e tsweletse ka dipaakanyo Komiti e e baakanyetsang moletlo wa go gopola Tautona wa ntlha wa Botswana, Sir Seretse Khama, e faraferwe ke letlhoko la madi, mme le fa go ntse jalo, dipaakanyo di tsweletse sentle. Mokwaledi wa komiti eo, Rre Kagiso Lekgoane, o boletse mo potsolotsong gore le ntswa letsatsi le la Phukwi a rogwa le le botlhokwa, ngwaga ono tsamaiso e tlaa seke e nne e e tlwaelesegileng ka mabaka a segajaja sa COVID – 19. “Ka tlwaelo meletlo ya go ipelela botshelo le ditiro tsa ga Sir Seretse Khama e direlwa mo kgotleng, morafe o phuthegile, go apeilwe dijo le go natefisa ka ditsela tse di farologanyeng, mme ka mabaka a go tlhagoga ga COVID-19, monongwaga go tlaa nna pharologanyo ka gore morafe ga ona go kokoana mo kgotleng,” ga tlhalosa Rre Lekgoane. Le fa go ntse jalo, a re maikaelelo a bone ke go dira setshwantsho sa motshikinyego go ipelela botshelo jwa tautona wa ntlha ka tiriso ya maranyane. “Re kopile Botswana Television go gasa setshwantsho sa motshikenyego se se tsweletseng ka go rulaganngwa, mme mo nakong eno, re santse re emetse phetolo ya bone.” A re fa kopo ya bone e ka atlega, e tlaa bo e le phitlhelelo e kgolo ka gore ba tlaa goroga kwa Batswaneng ka bophara. Rre Lekgoane a re komiti e tlhaelelwa ke madi a go duela yoo dirang sethswantsho se. “Re tlhoka madi P35 000 go rulaganyetsa tiro e, mme ga re a phutha matsogo ka re kwaletse Lephatla ba Tlhabololo Banana, Metshameko le Kgodiso Ngwao gore thusa ka madi.” Rre Lekgoane a re mo dingwageng tse di fetileng, komiti e ne e kgona go tshwara moletlo ka thuso ya dikhamphane le Batswana ka bongwe ka bongwe. Komiti le yone e ne e dira ditiro tse di farologanyeng go kokoanya madi. Mokwaledi a re setshwantsho sa motshikinyego se se rulaganngwang se tlaa supa kgatiso ya dipuisano le mabutswapele, badira dipatlisiso le bakwadi ba ba tlaa tlhalosang botshelo jwa ga Sir Seretse Khama. A re Sir Seretse Khama e ne e le moeteledipele wa popota e bile a dirile ka natla go bopaganya setshaba. “O dirile ka thata go tlhabolola ditso le ngwao, a ruta merafe e e farologanyeng ya Botswana go tlotlomatsa ngwao le puso ya batho ka batho. O ne a eteletse pele lenaneo la ditlhabololo, thuto le go rotloetsa therisanyo, tekatekanyo ya botlhe le go dira ka mowa wa therisano. Sengwe sa tse Sir Seretse Khama a tla a gopolwang ka tsone ke go rotloetsa gore ditsa-tlholego jaaka diteemane di akolwe ke Batswana botlhe ka tekatekanyo,” ga tlhalosa Rre Lekgoane. Sir Seretse Khama o belegwe mo lelwapeng la bogosi jwa Mmangwato ka kgwedi ya Phukwi e rogwa ka ngwaga wa 1921, a tlhokafala ka ngwaga wa 1980 e le Tautona wa ntlha wa Botswana. Ka jalo, Rre Lekgoane a re ngwaga o o tlang wa 2021, ke ngwaga wa bo lekgolo, ka jalo letsatsi la ga Sir Seretse Khama le ya go nna pharologanyo ka gore mogaka yo, fa a kabo a sale botshelong, o kabo a ipelela dingwaga tse di lekgolo. society 9 Maano ga a site... Mme Margret Edwin wa dingwaga tse di masome matlhano le boferabongwe, ke mongwe wa ba ba sa nnang fela ka matsogo go letela puso go ba ogola mo isong. O dira ka bojotlhe go bona gore ba lelwapa la gagwe ga ba lale ba sa bona sepe se se yang maleng. Mo potsolotsong bosheng, Mme Edwin o tlhalositse fa a dirisa polaseteke go loga dilo tse di farologaneng di akaretsa mealo, dibeke, ditlhoro, ditlatlana le mekgabisa. A re e re ka e le motho yo o godileng a rata bophepa, o ne a tshela ka go sela dipolaseteke mo tikologong e a neng a nna mo go yone, a di kgobokanyetsa, mme yare moragonyana a bona fa di ka mo tswela mosola segolo jang ka botshelo bo ne bo le thata. O tsweletse a re o simolotse ka go ithuta go loga mealo e mennye a e rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka a ne a ise a tshware go loga sentle jalo a kgona go ithusa ka matsana ao. O tlhalosa fa a ne a tshwanelwa ke go boela gae kwa Butale ka botshelo jwa toropo bo ne bo le bokete mme a feta a tsweledisa tiro ya gagwe ya diatla ka ba gaabo ba ne ba mo amogela ka atla tsoo pedi. A re le ntswa a ne a bona thotloetso kwa gae, o ne a sokola go bona dipolaseteke fa e se fela a di latela kwa Francistown, selo se se neng se mo ketefalela. Mme Edwin a re mo nakong eno o tsweletse sentle ka a kgona go dira makgolo a matlhano a dipula mo bekeng ka mealo fela. O supile fa go tlhoka dipolaseteke go buseditse kgwebo ya gagwe kwa morago fela thata ka a sa tlhole a kgona go ijesa sentle jaaka pele, segolo jang ka le ditiro di le thata go bonwa mo magaeng. A re o bone go tshwanela go leka ntlha tsotlhe, ka jalo a simolola go batla masalela a matsela mo baroking mmogo le mo diaparong tse di kgologolo go roka mealo. O bolela fa gone go sa tswe tema epe go na le fa a dirisa dipolaseteke ka batho ba ne ba setse ba rata tiro ya gagwe ya dipolaseteke. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lenaneo la go itlhophela dikole le dira bontle Puso e leboga seabe sa dikompone tse di ikemetseng ka nosi le botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno . Lenaneo la go itlhaopela go thusa sekole ke bangwe, dikompone le makalana a a ikemetseng ka nosi, le thusitse lephata la thuto thata ka go pataganela mokgweleo le ditshenyegelo tse lephata leo le lebaganeng le tsone mo kgodisong ya ngwana. Mafoko a , a builwe ke mothusa tona wa thuto Rre Moiseraele Goya. O buile jalo kwa moletlong o o neng o diretswe go supa semmuso mokwaledi wa ga Tautona Rre Carter Morupisi jaaka moithaopi wa dikolo tse di mo kgaolwaneng ya dikolo ya MOLEMA o o neng o tshwaretswe kwa Malaka bosheng. Kgaolwana e, e akaretsa Mokgalo JSS le dikole tse di potlana tse pedi e bong Lecheng le Malaka. Rre Goya o ne a supa fa mo nakong eno dikompone, batho ka bongwe le makalana a a ikemetseng ka nosi a ka tshwara 250 a setse a thusitse lephata la gagwe ka madi le ka didirisiwa tsa thuto tseo tsotlhe di lopile go feta P315 million mo nakong eno lefatshe leno lotlhe. Rre Goya a re o ke one mowa wa boipelego o lefatshe leno le o rerang dinako tsotlhe gore o tsosolosiwe ka lefatshe leno le ne la kgona go fatlhoga ka tsamaiso eo ya boipelego, a re boithaopo le tirisano mmogo di ka isa lefatshe leno kwa pele mo go tsa thuto le tse dingwe fela tse di tlhokang gore setshaba se tsenye letsogo mo go tsone. A re go tsosolosiwa ga mowa wa boipelego go tlhokana le go galalediwa mme a supa fa mo nakong eno go na le lenaneo la thuto le thutuntsho le le remeletseng mo matshegong a katamelano, boleng,,tekatekano le botshelo jo bo leele ja thuto ya bana. A re go tokafatsa seo gape ba ne ba itebaganya le tshimolodiso ya dikole tsa bananyana go ba rutuntshetsa lokwalo lwa ntlha le a rileng dikole di feta 200 di setse di le simolotse lefatshe leno lotlhe. O ne a re go tlhabolola thuto go tlhokana le madi a mantsi fela thata, moo go bo go tsenya kgatelelo mo lephateng la thuto bogolo jang ka nako ya kgaoganyo madi a setshaba. Rre Goya o ne a akgola ba lefatshe la China go bo ba tshwaraganetse thuto le bone, ka dithuso tse di kwa godimo ka go duelela bana ba lefatshe leno go ya go ithuta kwa lefatshing la bone. O ne gape a a kgola ba lelwapa loora Morupisi go bo ba bone go tshwanela go ikabela go tlhokomela sekole se se botlana sa Malaka, o ne a kopa dikompone tse dingwe go tsenya letsogo mo tirong eo. Rre Goya o ne a leboga gape ba boranyane ba Huawi le boemedi jwa China mono go bo ba tsentse letsogo mo go tsa boranyane le mo thutong ya lefatshe leno ka bophara. BOPA education 4 Kereke motheo wa lorato, kutlwelobotlhoko Kereke e kailwe e le pilara ya botshelo lefatshe ka bophara ka e le yone e agang setshaba go nna e e kutlwelobotlhoko gape e le lorato. Fa a bua bosheng kwa moletlong wa go kokoanyetsa kereke ya Living Faith Ministries madi, moeng wa tlotla mme e bile e le moeteledipele wa kereke ya Christian Center Ministries kwa Tlokweng, Apostle Zwide Mbulawa o lebogetse kereke ya Living Faith Ministries go bo ba direla Modimo ka boammaruri ka a tlaa ikgalaletsa mo go bone ka go ba neela se ba se tlhokang go agela setshaba kereke. O boletse fa setlhogo se tlhalosa dilo di le mmalwa ka mafoko a ‘RE KA’ a dirisitswe ke baeteledipele ba le bantsi go bopa ditshaba tsa bone mme le bone ba tswelela ka go a dirisa ba tlhalosa fa ba ka aga kereke mo go supang ponelopele. Apostle Mbulawa o rotloeditse ba kereke ya Living Faith Ministries go aga kereke ka maikaelelo a go tokafatsa setshaba e seng ka maikaelelo ape a mongwe mo kerekeng ka go ka senya tse kereke e ikaelelang go di amogana le setshaba. O kgothaditse phuthego go dira dilo ka tsamaiso ya kereke ya bone ka fa Modimo a ba bontshitseng ka teng e se re gongwe ba fitlhela ba tsamaya mo tseleng e e seng ya bone mme ba latlhegelwe ke tsotlhe tse ba nang le tsone. O tlhalositse fa se se botlhokwa e le go tlhaloganya pele ga go sala morago ka gore fa o sala kereke morago o sa tlhaloganya ditsamaiso tsa yone kwa morago o ya go e senya leina. Apostle Mbulawa o boletse fa tumelo e le sone selo sa botlhokwa mo go ageng kereke ka e le yone e dirang gore motho a kgone tsotlhe tse a di batlang mme gape e mo amanya le Modimo. Moeteledipele wa Living Faith Ministries, Bishop Michael Gaotloge o boletse fa moletlo oo e le tsela nngwe ya go diragatsa taolo ya Modimo ya go ruta lefoko la gagwe le go rapela ba le seopo sengwe e le morafe. Moletlo o o ne o tshwaretswe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Mmogo re ka Aga Kereke, e le tsela ya go kgothatsa setshaba gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O boletse fa kereke ya gagwe e dumela mo lefokong la Modimo ka le fetola botshelo jwa motho ka tsela e e molemo, segolo bogolo tlhaloganyo le dikakanyo ka e nna lone segakolodi mo go ene ka malatsi otlhe. Bishop Gaotloge o tlhalositse fa kereke e tlhamilwe ka ngwaga wa 2000 e tsenela kwa sekoleng se sebotlana sa Isang mme morago ya fetela kwa Sedibelo Motel kwa moragonyana ba ileng ba kgona go reka setsha. O boletse fa se ba se lebogela e le ba Living Faith Ministries mme ba tsweletse ba ntse ba baakanya lefelo la Modimo ka ba dumela fa go direla setshaba e le tsela e e kgethegileng ya Modimo. Leloko la kereke, Rre Lucky Obuile o lebogile Modimo gore a bo ba kgonne e le kereke go dira moletlo o le go fitlha fa ba leng teng. O lebogile Apostle Mbulawa go bo a ba file lesedi ka tiro ya Modimo le ditsamaiso, a tlatsa ka go re se ke thuto le kgakololo e e molemo mo phuthegong ya bone. O lebogetse setshaba le phuthego kemonokeng e ba e ba fileng mo loetong lwa bone e le kereke mme a ba kopa gore ba nne ba tswelele ka go ba tshegetsa mo go tsotlhe tse ba di dirang. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Banni ba shakgaletse thekiso ya metsi Banni ba Xakao ga ba a itumelela lenaneo la thekiso ya metsi mo dipompong tsa setshaba. Fa ba akgela mo phuthegong ya kgotla bosheng, ba boletse gore ga ba amogele tsamaiso eo ka ebile ba tshela ka go bolawa ke lenyora mo motseng wa bone mo ba kgonang go nna dibeke tse pedi ba a nwa metsi a noka ya Okavango. Moemedi wa koporase ya Water Utilities, Mme Gracious Motsumi o tlhalositse gore tsamaiso e e tlaa ama botlhe ba ba ntseng ba dirisa dipompo tsa setshaba mme ebile banni ba motse oo ba ba nnang kgakalanyana le one ba ya go patelesega go reka metsi kwa Shakawe mme ba dirisa dipompo tsone tsa setshaba. Mme Motsumi o tsweletse a kopa ba ba bonang dithuso go tswa kwa go ba boipelego go itshwaraganya le ene. Fa a itebaganya le tlhaelo ya metsi, o boletse fa ditanka tsa bone di phunyegile ka jalo seretse se agile mo go tsone. O boletse fa ba tlaa thiba ditanka tse di kwa motseng wa Xakao mme a bolela fa a sa ba tshephise gore seemo se tlaa fetoga mo bogautshwaneng ka gore fa ba sena go di thiba ba tlaa bo ba ya go tsaya motlhaba kwa Kajaja mme se ga se tiro e nnye. Fa ba mo kgwa kgaba, Rre Tiego Kahenudi o ngongoregile ka tiego ya dikitsiso tsa kgaogo ya metsi ka a re ba na le dikgwedi ba sa nwe metsi a a phepa mme go supa fa go sa reye ope sepe fela ka matshelo a bone. A re Water Utilities ga e nke e nna le morero le bone ka jalo ga go na se ba se dirang ka kgang ya thekiso ya metsi. A re ba ntse ba nna ka lenyora kompone e seo ba a nwa metsi a noka jalo a re ba tlaa nna fela ka lenyora ka ga ba kake ba kgona go reka metsi. BOKHUTLO society 9 Kgari o tsibogela seemo sa maduo a baithuti Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, a re, o bone go tshwanela gore a buisane le ba-na-le-seabe ka dikgwetlho tse di tsalang gore maduo a baithuti a wele tlase gammogo le maitseo a bone a a seng mantle. O buile jalo ka kwa bokopanong jwa ba-na-le-seabe kwa Molepolole, jo boneng bo tsenwe ke megokgo ya dikole, mapodisi, ba lephata la thuto le dikgosana tsa motse. Kgosi Kgari III o tlhalositse gore, “ke gwetlhilwe thata ke maduo a sekolo se segolwane sa Kgari Sechele a tswang kgakala a sa tokafale. Ke dumela gore nako e santse e le teng ya gore re ka buisana ka mathata a, re bo re tswe ka tharabololo go tokafatsa seemo”. Kgosi a re o tshwenngwa ke dikgang tse di golelang pele tsa bana ba dikole ba go tweng ba nale mewa ya ga saatane ga mmogo le batsadi ba ba sa tseneng diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana. Fa a akgela, mothusa kgosi kgolo ya Bakwena, Rre Norman Garebakwena, o akgoletse Kgosi Kgari go tsibogela seemo se, a re o lebogela gore madi a borutabana a santse a le mo ditshikeng tsa gagwe jaaka a lemogile botlhokwa jwa thuto mo baneng gonne ke bokamoso jwa lefatshe la Botswana. “Kgang e, e ama mongwe le mongwe gore a thuse. Jaaka batsadi ba sa bonale jaana, boeteledipele bo tshwanetse jwa tsenya leitlho go sekaseka gore a bana ba, ga ba nne ba le nosi. Dipaka di fetile tse bana ba ka nnang ba le nosi batsadi ba le kwa ditoropong kgotsa kwa masimo,” Rre Garebakwena a akgela. O tsweletse a re, go nale bana ba ba kgoreletswang go ithuta ke seemo sa malwapa a ba nnang mo go one ,a tlatsa ka gore, le mewa e go tweng ke ya ga saatane e e jweleletseng mo baneng, e tshwanetse ya rarabololwa ka go fa baruti sebaka sa go rapela gangwe le gape kwa dikoleng. Kgosi Garebakwena o tladitse ka gore,“o tla fitlhela seemo se ngwana a kgonang go tsosiwa bosigo gotwe rraagwe o tsile a tsoge a mo apeele, seemo sa go nna jalo se kgona go koafatsa thuto ya ngwana ka gore fa a re oa robala, o tshwanetse go tsoga jaanong a ya sekoleng.” Mogokgo wa sekole se se botlana sa Serameng kwa Metsimotlhabe, Rre Elias Segwagwe, o kopile gore bana ba gakololwe ka thupa, a fa bopaki ka ene gore mo bonyennyaneng jwa gagwe o ne a sokololwa ke moretlwa. O kopile barutabana go ikitaya ka thupana go ntsha maduo a tlhwatlhwa le gore ba tseye tiro ya bone jaaka pitso e e kgethegileng. Bontsi jwa ba tsena bokopano joo, bo ne jwa dumelana le ene fa moretlwa ele molemo wa moithuti ntswa ba ne ba tlhalosa fa kgang ya go otlhaya moithuti ele matswakabele malatsi a gompieno. Ba kopile gore mo sebakeng go santse go sekasekwa ditharabololo, barutabana ba letlelelwe go isa baithuti ba matswatseleng kwa dikgotleng go kgwathisiwa, ka ele tsone di filweng tetla ya go kgwathisa, mme seo se dirwa go setswe morago tsamaiso. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, wa kgotla ya Lekgwapheng, Mme Gaofele Morake, o supile batsadi ka monwana gore ga ba a tlhwaafalela thuto ya bana ba bone. A re, batsadi ga batle diphuthegong tsa sekole ka dipalo tse di kgotsofatsang, a tlhalosa fa ba iponatsa fela fa ba tsile go ngongorega fa ele gore ngwana wa bone o ka tswa a ne a otlhaetswe molato mo sekoleng. “Ke nnile modulasetilo wa PTA kwa sekoleng sa Boitshoko lebaka la dingwaga tse di lesome le botlhano go fitlhelela ke ithola marapo, ke bo ke tsena mo maemong a gompieno. Ke kopa modulasetilo wa Umbrella PTA, Rre Sebolai, a tsosolose makgotla a di PTA gore ba tseye maikarabelo a go lemotsha batsadi boleng jwa thuto ya bana ba bone,” Mma Morake a kopa. Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi kwa sekoleng sa Kgari Sechele, Mme Dikeledi Kgalaeng o kopile kgosi go kopana le batsadi pele meono e mesha ya go tokafatsa seemo sa thuto mo Molepolole e ka diragadiwang. A re, seo, se tla fema dikgang tsa gore mo bokamosong batsadi ba bo ba re ba ne ba sa rerisiwa sepe. Kgosi Kgari III o ne a dumalana le gore o tla a ntsha mokwalo o o tla laletsang batsadi ba dikole tsotlhe tsa Molepolole kwa kgotleng kgolo ya Bakwena go tla go utlwa gore matsapa di a tsaya kae le gore go dirwe jang go tokafatsa thuto le botho jwa baithuti. BOKHUTLO education 4 Komiti e akgotswe Komiti e e neng e rulaganyetsa ditshupo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba tse di sa tswang go tshwarwa ka mafelo a beke, e lebogetswe go bo e dirile tiro ya yone ka bokgabane. Malebo ao, a ntshitswe ke modulasetilo wa komiti eo, Rre Mathema Balule mo phuthegong ya go sekaseka ka fa ditshupo tseo di tsamaileng ka teng. Rre Balule a re o itumedisitswe ke go bo maloko a komiti eo, ba ba neng ba akaretsa badirela puso le banni bangwe ba kgaolo eo, ba ne ba le seoposengwe go tswa fela kwa dithulaganyong go fitlha ditshupo di wela. A re ba tshwanetse ba tshegetsa mowa oo, wa tirisanyo mmogo go ya go ileng mme o ne a re e re ka jaana ba ne ba kgaratlhela go tsosolosa ditshupo tse di neng di sale di tshwarwa la bofelo dingwaga tse di fetang lesome tse di fetileng, fela mo nakong eno ba tshwanetse ba kgaratlhela go tswa ka megopolo e e ka ba thusang go gatela pele. Fa a tswa la gagwe, Mothusa Molaodi yo o lebaganeng le ditlhabololo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Onkokame Mafoko le ene o ne a leboga tirisanyo mmogo e e supilweng ke maloko a komiti eo. A re le fa ba ne ba hupediwa ke dikgwetlho, fela ba dirile namane e tona ya tiro, mo ba feletseng ba kgona maikemisetso a bone. Rre Mafoko o ba gakolotse go se dirise mafoko a a ka kgopisang babangwe, a re go ka ba thusa gore ba kgone tiro ya bone le gone go ba fa seriti mo setshabeng. A e re le ntswa mowa wa boithaopo le wa boipelego e setse e nyelela mo bathong, fela maloko a komiti eo ba sa ntse ba e tshegeditse ka jaana ba ne ba itlama go dirisa ditsabone gore tiro eo e atlege. Molaodi a re ke sone se se thusitseng gore tebego ya tsone e seka ya supa fa e ne e le gone di tsosolosiwang. Maloko a dikomiti ka go farologana tse di neng di baakanyetsa tiro eo, tse di akaretsang kokoanyo madi, ya go baakanyetsa baeng dijo le tse dingwe fela jalo. Ba ne ba ntsha dipego tsa ka fa ba neng ba tswelela ka teng le ka dikgwetlho mmogo le go ntsha megopolo e e ka dirisiwang isago. Bokhutlo politics 7 Kgotla ke lefelo le le botlhokwa Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Olebile Gaborone are kgotla ke lefelo le le botlhokwa fela thata. O buile mafoko a kwa Shoshong mo kgotlaneng ya Malomeletsa kwa a neng a ile go bula leobo la kgotlana eo semmuso ka mafelo a beke lele agilweng ka madi aa kanang ka dikete tsedi masome a matlhano a dipula.Rre Gaborone o tlhalositse fa kgotla ele lefelo lele botlhokwa fela thata mo botshelong jwa Motswana ka jaana ele gone kwa go tshwarelwang merero ya ditlhabololo teng, go amogela baeng, go nyadisa le gone go letlanya setshaba tota. O tsweletse ka go tlhalosa gore kgotla e mosola ka jaana e thusa Batswana go somarela ngwao ya bone le go rotloetsa thokgamo le thitibalo.O akgoletse morafe wa kgotla ya Malomeletsa go bo ba supile mowa wa boipelego le tshwaragano ka go bereka mmogo mme ba ikagela kgotla. A re seo se botlhokwa ka jaana puso eka seke ya kgona go dira sengwe le sengwe ele nosi ka ebile lefatshe le ntse le wetswe ke kwelo tlase ya itsholelo.Mothusa-tona o ne a amogela mpho ya setilo sa dikgole morago ga gore a abele kgotlana eo ditilo dile mokawana tse a tlhalositseng fa di tlaa dirisiwa mo kgotleng eo. Faa afa mafoko a tebogo Mopalamente wa Kgaolo Rre Phillip Makgalemele o tlhalositse fa kgotla eo e tlaa seke e nne ya ditsheko hela mme tsholohelo ele gore e tlaa thusa go atolosa dithulaganyo tsa ditlhabololo.O gateletse mafoko aga Rre Gaborone gore morafe wa kgotlana ya Malomeletsa ba supile mowa wa boipelego o lefatshe leno le itsegeng ka one, a tlatsa ka gore tiro eba e dirileng e tlaa thusa go atolosaditirelo.BOKHUTLO politics 7 Batho ba dirisana sentle le lephata la mesepele Mogolwane wa lephata la mesepele la dipasa kwa Serowe, Mme Patricia Masasa a re mosuke mo diofising tsa bone o fokotsegile le tirisano mmogo ke ya maemo a a kwa godimo. Se se tla morago ga dikgakokolo tse di ntshitsweng ke puso gore setshaba se itlhokomele mo bolwetseng jwa COVID-19. Mme Masasa o boleletse BOPA ka Labone fa mosuke e ntse e le o o boitshegang kwa diofising mo le phefo e neng e sa utlwale. A re morafe o tsere ka tsoo-pedi dikgakololo gore ba itshole jang go thibela mogare. O boletse fa go ne go tlala go ba go penologa ke batswakwa, bogolo jang bajanala mme le beng-gae. A re e rile fa dipego di tswa gore mogare wa corona ga o batle fa batho ba kgotlhaganeng teng, morafe wa tsiboga, ba ba tsileng go kopa thuso ba fana sebaka sa gore go thusiwe ba bangwe, fa ba fetsa ba a tsamaya go tsena ba bangwe. Mme Masasa a re molaetsa ga o a wela mo lekgarapaneng ka e a re le fa batho ba tsere dikgang, ba bo ba ntse ba bua ka bolwetse. A re mo ofising ya bone go na le thelebishene e e tsibosang ka itshireletso mo bolwetseng jwa COVID-19, mo e a reng fa morafe o ntse o thusiwa, ba bo ba ntse ba amogela molaetsa. Mme Masasa o supile fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa itshireletso jaaka diatlana, dibipa melomo le metsinyana a a bolayang megare. O boletse fa ba ofisi ya ga molaodi le ba botsogo ba ba eme nokeng ka go gasa molaetsa. Kwa ofising ya Omang kwa Serowe, Rre Koketso Moeng o boletse fa ba laola mosuke, ba thusa batho ka go ba kgaola. Ba ba tsileng go kopa thuso a re ba nna kwa ntle ga ofisi ba katologane mme ba tsene ka bongwe ka bongwe. A re ba ba folosang manyalo le bone ga ba tsene ka mogoro. health 6 Dikgosi di rotloediwa go ikwadisa mo koporaseng Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Maun, Rre Obusitswe Ntirelang a re lekgotlana leo le tshwenngwa ke ditlankana tse di itirelwang ka bokukuntshwane. Rre Ntirelang o buile jalo mo puisanyong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Maun e e neng e rulagantswe ke lekalana le le ikemetseng la Botswana Centre for Public Integrity bosheng. O supile fa dikgang tsa ditlankana tse e seng tsa boammaaruri e le kwa mafelong a lephata la kabo ditsha le iseng le simolole go aba teng, e bile bontsi e le ditsha tse di fa thoko ga noka. Rre Ntirelang a re lekgotlana le amogetse dingongora tse di fetang masome a mararo tsa ditlankana tse di dirilweng ka borukhutlhi. A re tse dingwe ke dikopo tsa boswa mme beng ba ditsha ba sale botshelong. O bile a re ba tshwenngwa ke bomaipaafala ba ba ipayang mo bofelong jwa motse kwa go iseng go ajwe teng. Rre Ntirelang o supile fa go na le tiego ya kabo ditsha ka go tshwanetse ga dirwa dipatlisiso tsa tikologo ka go lemogilwe fa kgaolo ya Maun e tshabelelwa ke matshosetsi a merwalela, mme a re dipatlisiso di tlhoka madi a mantsi. A re lekgotlana la kabo ditsha le santse le aba dikopo tsa 2006 a ya bokhutlong. O supile fa lekgotla la kabo ditsha le dira maiteko a go thusa banana ba bagwebi ba Maun ka go ba fa mafelo a a senang sepe go ka a dirisa, mme a re bagwebi bao ga ba letlelelelwe go aga dikago tsa sennela ruri. Mongwe wa batsena dipuisano tseo, Rre Lesego Moiteela a re go ka nna molemo fa lekgotla la kabo ditsha le ka abela banana ba bagwebi ditsha tseo. A re go adimiwa setsha go kgoreletsa dikeletso tsa bagwebi tsa go godisa dikgwebo. Rre Frank Mafela ene a re barui ba diphologolo tsa naga ba tshwanetse go dirisa terata ya motlakase e e ka kganelang dibatana go tshwenya balemi-barui. A re go ka nna molemo fa barui ba ka phimolwa keledi ke ba ba ruileng diphologolo tsa naga fa ba senyeditswe ka puso e diega ka phimolo-keledi. Rre Jack Ramsden le ene o kaile fa barui ba tshwenyegile ka tshenyo e e bakwang ke dibatana tse di ruilweng, bogolo jang ditau tse di jang dikgomo. politics 7 Kereke ya Sabata e abela sekolo sa Tapologo dikhomputara Mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgaolong ya Kweneng o rotloeditse botlhe ba ba tsereng mananeo go a dirisa go fetola matshelo a bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o boletse fa go tshwenya gore bangwe ba fiwe mananeo mme ba seke ba a dirise. A re seo ke poelo morago ka puso e dirisa madi a mantsi go reka ditsompelo tsa mananeo ao, a tlhalosa fa bangwe ba tsaa mananeo ba sena kgatlhego le kgwebo. O tlhalositse gore mo letsholong la go lekola dikgwebo tsa mananeo a nyeletso lehuma, go supa fa bangwe ba tsaa maneneo mme morago ba senke ditiro, ka jalo ba phuaganye se ba se filweng. Rre Kwelagobe a re bangwe ba setse ba dira dipoelo, mme sebe sa phiri ke gore ba ba jela mo ganong. Se, se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa nna le boleng mo go fetoleng matshelo a bone, a tlhalosa fa kgwebo e tlhoka polokelo gore mong a kgone go itse seelo sa madi a a kgoneng go a dira le go e godisa. Rre Kwelagobe a re ntlha e nngwe ke gore batho ga ba tsee matsapa a gotataisa kgwebo. Le fa gontse jalo, o akgotse botlhe ba ba dirang sentle mo dikgwebong tsa bone. A re bangwe ba tsweletse ka go dira dipoelo tse ba itshetsang ka tsone le ba malwapa a bone. A re bangwe ba setse ba kgonne go ikagela matlo a bonno ka dipoelo, mme a re seo ke katlego e kgolo ya go tokafatsa botshelo jwa motho ka boroko e le konokono e bile bo fa motho seriti. O tlhalositse gore go supa fa bomme ba ba eteletseng malwapa pele ele bone ba tsereng mananeo ka bontsi, ebile bontsi jwa bone bo tsweletse sentle. A re seo ke sesupo sa gore mananeo a nyeletso lehuma a sologela Batswana mosola. E rile a fa tekodiso ka tsa theko ya di dirisiwa tsa mananeo, a tlhalosa gore kgaolo ya gagwe e santse e saletse kwa morago mo go rekeng didirisiwa tsa mananeo ka kwa ba rekang teng go santse gona le tlhaelo ya tse di dirisiwang. A re mo ngwageng wa madi wa 2018/19, kgaolo ya gagwe e ne e filwe P13 million mme mo nakong ya gompieno e setse e dirisitse sephatlo sa madi ao, fa sephatlo se sengwe se santse se ise se dirisiwe. O tlhalositse gore mo mading a dirisitsweng kgaolo potlana ya Mogoditshane-Lentsweletau e dirisitse 60 per cent, fa ya Molepolole e dirisitse 25 per cent mme ya Letlhakeng yone e diritse 15 per cent mo nakong ya gompieno. Rre Kwelagobe a re maikaelelo a ofisi ya gagwe ke go dirisa madi a setseng go rekela baikopedi ditsompelo gore madi a teng a seka boa. religion_and_belief 8 Mosolotshane o robaletswe ke ditlhokwa Kgosi Tsietsego Molefhi wa Mosolotshane a re motse wa gagwe o robaletswe ke ditlhokwa e bile go rena kagiso ka seemo sa borukutlhi se ile kwa tlase fela thata. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Molefhi o tlhalositse gore mo dinakong tse di fetileng go ne go na le botlhokatsebe jo bontsi, ka go ne go sena beke e e welang go sena dikgang tsa dititeo le dikgobalo tse di masisi, mo nako nngwe mongwe a neng a tlhoka lesego mme a tlhokafala. Kgosi a re ene le ba sepodise ba ne ba ema ka dinao go lwantsha seemo se ka go tsenya leitlho le go laola baapei ba majalwa a Setswana ka botlhokatsebe bo ne bo diragala teng thata. A re se ba se dirileng ke go netefatsa gore thekiso e dirwa ka dinako tse di maleba, mme yo o sa obameleng molao o ne a tseelwa dikgatlo tse di gagametseng. ‘E ne e re fa motho a dirile se se seng ka fa molaong, o tlisiwa mo lekgotleng mme a fiwe katlholo e e maleba,’ a tlhalosab fa bangwe ba ne kgwatlhisiwa fa bommasepoto ba ba sa tlotleng molao wa thekiso ba ne ba atlholwa madi. Kgosi o kaile gore go nnile le bommasepoto ba le babedi ba ba neng ba atlholwa madi a a kanang ka makgolo a matlhano a dipula (P500) a supa fa se e ne ya nna sekao mo go ba bangwe, mme go itirelela ga fela. Kgosi a re o lebogela bonatla jo bo dirwang ke baitlhaopi ba sepodise, ka ba nnile le seabe mo go tshwareng dikebekwa ka ba nna le bone mo motseng jaanong ba kgona go lemoga ka pela fa sepe fela se se fatlhang. Le fa gontse jalo, a re dikgang tse di santseng di tshwenya ke tsa bogodu ja leruo, mme a re le tsone ba ikaelela go di lwantsha go fitlhela ba di fenya.ENDS economy_business_and_finance 3 Go itshidila mmele go botlhokwa Go itshidila mmele ke selo se se botlhokwa thata mo botsogong jwa motho. Moemela kgosi yo mogolwane mo Kanye Kgosi Kwelagobe Mookodi a re a re gape go thusa le gore mmele o seka wa lapa mo a ka felelang a tsofala ka bonako. Kgosi Mookodi o buile jalo bosheng ka letsatsi la botsogo le rulagantswe ke ba mokgatlho wa Botsogo Pele mo Kanye. Maloko a mokgatlho oo bontsi ke bagodi. A re go itshidila mmele go ka thusa go fokotsa go tsenwa ke malwetse. E rile a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, Mme Kefalotse Ntereke a tlhalosa fa Botsogo Pele e le mokgatlho wa bagodi ba ba dingwaga di masome a marataro go ya kwa godimo. A re maikaelelo a go bo ba le mo mokgatlhong oo ke gore ba tile malwetse a a sa tshelanweng jaaka sukiri, madi a matona le kankere. Mme Ntereke o tlhalositse gore motho o ka tila go tsenwa ke malwetse a o ka go itshidila, goja sentle le go itapolosa, a re go botlhokwa gore motho aje dijo tse dinang le moroko, maungo le merogo ka di siametse botsogo jwa motho. A re mokgatlho o, o simologile ka ngwaga wa 2017 mme bagodi ba le masome a mararo ba ikwadisa mo go one, a tlhalosa fa keletso ya gagwe ele go bona mokgatlho o o gola. Mme Chedu Zwiyo go tswa kwa go ba lephata la botsogo la DHMT mo Kanye o tlhalositse gore e le ba botsogo ba a itumela fa ba bona go na le ba ba emeng lephata nokeng go anamisa molaetsa wa botsogo jaaka ba Botsogo Pele, a gatelela ka gore go itshidila mmele le goja sentle ke konokono mo botshelong jwa motho. Mme Zwiyo a re go ja mahura a mantsi le letswai ga go a siama ka go baka malwetse, bogolo jang fa motho a sa itshidile mmele, a gatelela ka gore bolwetse jwa sukiri le jwa madi a matona ke dija mmogo ka gantsi motho fa a lwala bolwetse jwa sukiri gantsi o tsenwa ke jwa madi a matona. O gateletse botlhokwa jwa go ja dijo tse di nang le moroko ka di siametse botsogo. Dr Boitumelo Motswagole go tswa kwa Food Technology Research Centre (NFTRC) o tlhalositse fa go le botlhokwa gonwa metsi kgapetsakgapetsa le go ja maungo. Dr Motswagole a re maungo a farologana ka mmala, mme mmala mongwe le mongwe o na le kotla ya one mo mmeleng. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore motho a je dijo a di kabakanya, a gatelela ka gore mmaba yo motona mo botsogong jwa motho ke mahura le sukiri. A re go botlhokwa gore motho a itlhatlhobe a itse seemo sa gagwe sa botsogo ka jaana fa motho a itshidila a bo a aja sentle mme a sa itlhatlhobe o abo a sa tlhaloganye seemo sa gagwe. Dr Motswagole o gateletse le botlhokwa jwa go itapolosa. health 6 Puso e thusa go lwantsha ditlou Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi a re puso e tsere tshwetso ya go thusa go lwantsha ditlou e bile Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a tlhoma khuduthamaga ya matona gore e tswe ka tharabololo ya seemo sa ditlou. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mabolwe, Rre Kgathi a re Tautona o ne a tlhopha ene le matona a mangwe e bong wa lephata la diphologolo le bojanala Rre Tshekedi Khamaga mmogo le wa temo-thuo le dijo Rre Patrick Ralotsia go itebaganya le kgang ya ditlou e e thorontshang balemi. Rre Kgathi a re e le matona ba tsere tshwetso ya gore go ntshiwe masole a le lekgolo go thusana le ba lephata la diphologolo go busetsa ditlou kwa mafelong a tsone. A re go tlaa dirisiwa difofane tsa tlhoo-tomo tsa sesole di le pedi mo tirong eo e bile ba lephata la diphogolo ba tlaa rekelwa difofane tsa tlhoo-tomo di le tharo ba bo ba okelediwa bodiredi ka diphatlha di le lekgolo tsa maemo a B1 go tlatsa ba ba leng teng, ga mmogo le go dira dikampa di le pedi go lwantsha diphologolo tse di senyang. Rre Kgathi o supile fa ba ba senyeditsweng ke diphologolo tseo ba tlaa phimolwa keledi. Rre Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o ne gape a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng jaaka paakanyo mo molaong wa boagedi le wa ditlhopho. Mo go wa boagedi a re motswaka o ne a nna dingwaga di le tlhano gore a fiwe boagedi mme jaanong di ka nna kwa tlase go lebeletswe mabaka. O supile fa mo ditlhophong tse di tlang go tlaa dirisiwa motshine o o tlhophisang, a supa fa o le bofefo e bile go tlaa fedisa tiego le ditlhopho tse di senyegang. A re motshine o ga o kake wa tsietsa e bile go dirilwe ditshekatsheko go kopanwe le ba diphathi tsa kganetso e bong borre Dithapelo Keoorapetse le Ndaba Gaolathe ba ba neng ba ya go tsaya malebela kwa India le Namibia mme ba ntsha pego ka one. Fa a bua ka kgaoganyo ya madi ya 2017/18 a re kgaolo ya Bobirwa e tlaa akola ditlhabololo, a supa fa go tlaa agwa kokelo e ntsha kwa Bobonong, go atolosa dikokelo tsa Molalatau, Gobojango, Semolale le Borotsi go nna tse di belegisang. Rre Kgathi o supile fa borogo jwa Platjan bo abetswe khamphani e e tlaa bo dirang mme bo solofetswe go tsaya dikgwedi di le lesome le boferabobedi, fa metse yotlhe ya Bobirwa e tlaa sielwa metsi go tswa letamong la Thune. Banni ba ne ba lela ka ditlou tse ba reng di saila gongwe le gongwe e bile di ba senyeditse dijalo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Tshoganetso Mathora a re ba lebogela gore ba Special Support Group ba fokoditse seemo sa borukutlhi kwa molelwaneng. Mme Mathora a re balemi ba le lekgolo le boraro ba lemile ditema di le lekgolo, masome a supa le bosupa mme mo go bone ba le lesome le borataro e le borre, ba le masome a roba bobedi le bosupa e le bomme fa ditema di le tlhano le sepatlo di lemilwe ke banana. BOPA economy_business_and_finance 3 Bo sena kitso mmaba wa banana Banana bangwe ba Toteng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba boletse fa ba sa tlhaloganye ditsamaiso dingwe tsa kgwebo ke ka moo ba leng boitseme go tsaya mananeo a puso go nyeletsa lehuma le le ba apesitseng kobo ka letshoba. Mo potsolotsong bosheng, banana bao ba tlhalositse fa ba na le keletso ya go ka itirela ka diatla mme kgwetlho e tona e le go sa tlhaloganyeng, gareng ga tse dingwe, go dira mananeo a go tsamaisa kgwebo le go tshwara dibuka tsa madi mme seo se ba beile ka fa mosing. Mme Keodumetse Nthubu wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa o boletse fa a eletsa go dira kgwebo ya ditante mme a re le fa a dirile maiteko a go ikgolaganya le ba ofisi ya banana go kopa dithuso tsa madi, o kopilwe go dira lenaneo la tsamaiso kgwebo mme a seka a itse gore o ka simolola fa kae, a dira eng le gone jang. A re o filwe bukana e e tlhokang gore a kwale dintlha di le mmalwa tse di amang kgwebo eo, mme ka a sena lesedi ka tseo a kgobega marapo a bo a ineela go fitlha mo nakong eno. Mme Nthubu a re e re le ntswa a batla go dira kgwebo eo ka pelo ya gagwe yotlhe ka e bile a na le lesedi la yone, kgwetlho e nngwe e tona ke ya mmaraka ka motse wa Toteng o le monnye fela thata. O supile fa a sa itse gore o ka dira eng go fitlhelela toro ya gagwe le gore o ya go lwantsha jang dikgwetlho tseo gore le ene a kgone go bona se a ka itshetsang ka sone le ba lelwapa la gagwe. Mme Nthubu a re le fa a ka kgona go diragatsa toro ya gagwe, ipapatso le yone e ya go nna sekgoreletsi se sengwe ka a sa itse gore o simolola jang go tsenya kgwebo ya gagwe mo Batswaneng ba bangwe. Rre Tshephang Marotsi, yo o dingwaga di masome mabedi le bongwe le ene o tlhalositse fa a na le mathata a go tlhaloganya bukana e e tladiwang go tswa kwa lephateng la banana gore a bone madi go dira kgwebo ya gagwe. A re fa e sa le a filwe bukana eo Seetebosigo mono ngwaga, le mo nakong eno ga a ise a dire sepe ka yone ka a sa tlhaloganye dilo dingwe tse a di tlhokwang segolo jang ditsamaiso tsa kgwebo. A re e re ka e le molemi-morui, o tlhaloganya botoka ka tlhokomelo ya dihutshane mme fela kgwetlho e tona ke go dira lenaneo la tsamaiso kgwebo. O tsweletse a re go sa tlhaloganyeng mo, go emisitse maiteko a gagwe a go fetola botshelo jwa gagwe ka thuo ya dihutshane. Mme Agnes Morotsi le ene o tlhalositse fa a ne a ikaeletse go nwa matsogo a gagwe moro ka go bula kgwebo ya moriri mme a sa itse jaanong gore o ka bona kae thutuntsho ka tsotlhe tse di amanang le tsamaiso ya kgwebo ya mohuta oo. O tlhalositse fa banana ka bontsi mo motseng wa gaabo ba inaakantse le lenaneo la Tirelo Setshaba le ntswa ba na le botsipa le keletso ya go ka bula le go itsamaisetsa dikgwebo. Mme Bakisanani Jotia le Mme Bigamoyo Mabunayi ba tshilo ya Shangano kwa motseng wa Nlapkhwane bone ba tlhalositse fa e le makgetho a le mmalwa ba iteka lesego mo maphateng ka go farologana go ba neela ditirelo mme ba nna ba itaya sefololetse ka ba sa tlhaloganye ditsamaiso dingwe tsa kgwebo. Ba tlhalositse fa ba thusitswe ka lenaneo la banana ka madi a a ka fetang dikete di le masome a robabongwe a dipula mme le mo nakong eno kgwebo ya bone e sa atologe ka ba ise ba dire dilo dingwe sentle jaaka go kopa diteseletso. E re dikgang di eme jalo, mogolwane mo lekalaneng la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o tlhalositse fa ba otlolotse letsogo go tlhoma dikgwebo tsa bagwebi botlhe kwa pele go sa kgathalesege gore a di disha kana di ntse di dira. Mme Ntebele a re lekalana la gagwe le itlamile go tlhabolola le go godisa dikgwebo gore di kgone go itshetlela. A re le ntswa ba itebagantse le go thusa dikgwebo dingwe, e ne ya re Moranang ba otlolola letsogo go thusa dikgwebo tsotlhe go sa kgathalesege gore ke tsa mofuta ofe. O tsweletse a re ba dira se ka maikaelelo a go tlhabolola mehama yotlhe ya itsholelo mme ba thusa Batswana ka ithutuntsho e ba lopang mogwebi dipula di le masome a mane le borobabobedi fela ka letsatsi. O boletse fa ba thusa gape ka bogakolodi jwa go tsamaisa kgwebo, mme seo se akaretsa go dira mananeo a tsamaiso dikgwebo, go tshwara dibukana tsa madi ga mmogo le go ipapatsa. A re le ntswa puso e tlhamile mananeo go ema banana le bomme nokeng, ba santse ba saletse kwa morago go tsena mo dikgwebong ka jalo a ba rotloetsa go ikgolaganya le lekalana la LEA go kopa dithuso tse di farologaneng tse di fiwang koo. E rile a tswa la gagwe, mongwe wa bagakolodi ba tsa kgwebo mo lekalaneng le, Rre Gaolaolwe Phologolo a tlhalosa fa bontsi jwa Batswana ba sena botsipa le dikitso tse di tseneletseng, segolo jang ka go dira mananeo a tsamaiso kgwebo, ka jalo a laletsa botlhe ba ba eletsang go ithutuntsha ka one go ikgolaganya le bone. O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo la tsamaiso kgwebo le le botlhokwa ka le thusa yo o eletsang go tsena mo kgwebong go bona dithuso tsa madi. society 9 Teseletso e beile kgwebo ka fa mosing Baeteledipele ba khamphani e e magorogo masha ya Botsogopele Environmental Cleaning Services e bong Rre Tapson Fane le Mme Motlalepula Baaname ba dipelo di botlhoko. Ba re se, sedirwa ke gore khamphani ya bone ga e ise e simolole go ntsha ditirelo tsa yone tse ba di solofeditseng banni ba motse wa Masunga le e e mabapi. Mo potsolotsong le lekala la dikgang ka Mosupologo, Rre Fane a re go tlhoka go itse tsamaiso e e salwang morago fa go bulwa kgwebo ya phepafatso go ba jeseditse mo lesweng. A re ba ne ba solofetse gore mo nakong ya gompieno ba tla bo ba semeletse ba dira matshebetshebe a madi ka e bile malwapa ka bontsi a tlhokana le phepafatso ka a tlhogile tlhaga. Khamphani eo e tlhamilwe ka dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Morule. Rre Fane le Mme Baaname ba ne ba filwe madi a a kanang ka P13 818 mongwe le mongwe wa bone ka jalo ba kgonne go ithekela didirisiwa tse ba tla di dirisang go phepafatsa le go ntsha ditirelo tsa bone ka go farologana. O tlhalositse fa khamphani ya bone e ne e itlamile go dira ditirelo di tshwana le go phepafatsa diofisi, matlo, go kuba mo malwapeng, go tlhatswa ditilo, mebete, dikoloi, dijana mo malwapeng, matlwana a boitiketso ga mmogo le gone go sela matlakala mo tikologong. Rre Fane a re ka jalo ba ne ba ikaeletse gore ba simolola ditirelo tseo morago ga go reka tsotlhe tse di tlhokafalang, mme ga retela ka ditsamaiso dingwe di ne di saletse morago. A re go ya ka tebo ya matlho, tikologo ya motse wa Masunga e tlhoka ditirelo tsa bone, segolo jang ka bontsi jwa banni ba motse oo le e e mabapi ba lebega ba seke ba phepafatsa malwapa a bone fa bangwe ba tlhola kwa ditirong. O tladitse ka gore gape ke bone fela ba kgwebo ya mofuta o mo motseng oo mme a re ba ne ba sa itse fa go ne go tlhokega gore ba nne le ofisi ga mmogo le lone lefelo le ba tla beelang didirisiwa tsa bone, segolo jang ka ba bereka ka dilo tse di monko o o bogale. Rre Fane o tsweletse ka gore ba santse ba na le kgwetlho eo ya go dira teseletso ya kgwebo ya bone ka ba santse ba tlhoka lone lefelo, ka jalo ba ka se kgone go ntsha ditirelo dipe tsa bone ka go dira kgwebo ntle le teseletso ka go le kgatlhanong le molao wa ba khansele. A re ka jalo, ba tshwanelwa ke go leta le ntswa ba sa itse gore ba tla leta lebaka le le kae go diragatsa yone kopo e ba e lopilweng ke ba ofisi ya tlhokomelo tikologo. O tsweletse ka gore ba tshogetse fela gore gongwe didirisiwa tsa bone tse dingwe di tloga di siiwa ke nako mme go ba bakele ditshenyegelo tse di masisi ka ba ise ba simolole go nwa kgwebo ya bone moro. Rre Fane a re ba ne ba solofetse go le gontsi mo kgwebong ya bone ka ba ne ba dirile dipatlisiso tsa mmaraka mme ba itemogela fa setshaba sa kgaolo ya Bokone Botlhaba se na le letlhoko le lentsi la phepafatso. E rile a tswa la gagwe, Mme Baaname o tlhalositse fa kgwebo e ,e tla fetola matshelo a bone e bile e tla ba ntsha mo lehumeng ka e tla bo e anamisitse ditirelo tsa yone le kgaolo yotlhe, go akarediwa le kwa toropong ya Francistown ga mmogo le lone lefatshe ka bophara. A re fa ba ka diega go thusiwa go dira teseletso go tla baka gore mongwe kgotsa setlhopha se sengwe se tlhame kgwebo e e tshwanang le ya bone, mme ka jalo go ba bakele phadisanyo. Mme Beverly Ngoni go tswa kwa ofising ya lenaneo la nyeletso lehuma o tlhalositse fa go kopana le dikgwetlho mo kgwebong go sa tshwanela go kgoba bagwebi marapo. O rotloeditse ba kgwebo ya Botsogopele le ba bangwe ba ba tla dirang kgwebo ya mofuta o, go nna ba ikgolaganya le bone go kopa dikgakololo tse di maleba. A re dikgwebo tsa nyeletso lehuma, ke dikgwebo tse di potlana tse motho a kgonang go di direla mo lapeng go itshetsa. Mme Ngoni a re bagwebi bangwe ba kgona go kopa dithuso tsa lenaneo leo ba ya go simolola dikgwebo tse ditona tse di tlhokang ditsamaiso dingwe tse di faphegileng, mme seo se ba patike go sala morago ditsetlana tse di beilweng tebang le dikgwebo tse di tona. O gakolotse ba Botsogopele go simolola ba neela ditirelo tse di potlana jaaka gone go kuba mo malapeng, go phepafatsa matlo gore ba kgone go dira matsana go lomaganya fa ba tlhaelelwang teng. A re ba tla nna ba ba eme nokeng go ba thusa go diragatsa ditoro tsa bone mme mo nakong e e tlang ba tla ikgolaganya le ba ofisi ya tlhokomelo tikologo, segolo jang ka nako ya dithutuntsho go rutuntsha bagwebi ba bone ka tsotlhe tse ofisi ya bone e di tlhokang. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bomme ba itshetsa ka dimonamone Bomme bangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re mosadi o ka seke a nne fela ka diatla a lesa lelwapa le wela mo isong. Mo potsolotsong bosheng, Mme Siphiwe Zenzo wa Butale o tlhalositse fa a na le botsipa jo bo faphegileng jwa go dira dimonamone ka go dirisa manoko a thobo ya gagwe le sukiri go dira dimonamone tse mo nakong eno botshelo jwa gagwe bo ikaegileng ka tsone. Go ya ka Mme Zenzo, o amule botsipa jo mo ngwaneng wa gagwe , Mme Gaabadzo Zenzo yo le ene a ithutileng mo makgoeng a gagwe ka nako ya fa a santse a bereka. Mme Zenzo yo o simolotse kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng o bolela fa e dira sentle fela thata le ntswa a santse a lebanwe ke dikgwetlho tsa didirisiwa. A re o bona thotloetso e tona mo baneng ba sekole se se botlana, ka e le one morafe o o jang dimonamone thata. E re ka kgwebo ya gagwe e le gone e itshetlelang, o ikaeletse go inaakanya le bo mmaboipelego go mo thusa ka didirisiwa go godisa kgwebo ya gagwe e a reng o dumela fa e tla mo tlodisa melatswana. Mme Nokuthula Gilbert ene o simolotse kgwebo ya gagwe ka 1991 mme o tlhalositse fa a kgona go tsenya bana dikole le go tlamela lelwapa la gagwe ka dipoelo tse a di bonang mo go yone. A re pele ga a tla simolola kgwebo e, o ne a diila ka bana, botshelo bo le dingalo ka go ne go sena tsela epe e a tsenyang madi ka yone. Mme Gilbert o tlhalositse fa a dira dimonamone ka metswako e e farologaneng jaaka sukiri, cream of tartar, le dinkgisa monate. A re o dirisa madi a a neng a a bolokile ka nako ya fa a bereka kwa Ipelegeng. Mogwebi yo mongwe yo ene a tlholegang kwa motseng wa Tshesebe, Mme Goabaone Sithole o tlhalositse fa a ithutile botsipa jwa go dira dimonamone mo ditsaleng tsa gagwe tsa maSwedish. Le ene o tlhalositse fa a dirisa sukiri, letswai, surapo, metsi le dinkgisa monate go dira dimonamone tsa gagwe. Bagwebi ba , ba tlhalosa fa dimonamone di le bogadi bogaufi jalo ba rotloetsa bomme ba bangwe go se tlhajwe ke ditlhong go ithuta mo go bangwe ka bone maele a a farologaneng a go itirela se ba ka itshetsang ka sone. Ends economy_business_and_finance 3 Masisi o kgothatsa kereke go akola ESP Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi o rotloeditse maloko a kereke ya Eloyi go dirisa lenaneo la ESP le ka lone puso e ikaelelang go rudisa itsholelo. A re lenaneo le ke la Motswana mongwe le mongwe go akarediwa maloko a kereke ya Eloyi. A re ba tlhokomologe dikgang tse dingwe tsa gore ba itlhokomolose lenaneo le ka di ka ba ntsha mo tseleng mme ba tlhoke go akola meamuso e puso e e direlang Batswana. O tlhaloseditse maloko a kereke eo fa a filwe boikarabelo ja go kgweetsa lenaneo la ESP, mme e bile a le kgweetsa fela sentle. A re e le puso ga ba letlelele tshenyo kana tshenyetso setshaba mme e bile ba tlaa baya seemo leitlho go bona gore lenaneo la ESP le tsamaya fela sentle. Mo go tse dingwe Mothusa Tautona Rre Masisi o lebogetse seabe sa kereke ya Eloyi mo go tlhabololeng lefatshe leno. A re kereke e ga e rere lefoko la Modimo fela mme e abela batho ba ba tlhokileng lesego dijo, diaparo le tse di tlhapang, ditlhare le dijalo a tlhalosa fa puso e rotloetsa mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego. A re kereke e e rile bosheng ya abela bomme ba magolegwa ko Mahalapye. A re kereke ya Eloyi ga e fekeediwe ke mathata a yone mo go felelang kereke e thubega mme a ba rotloetsa gore kereke e e seka ya reketla. A re puso e tshwenyegile thata ka go thubega ga dikereke, mme a rotloetsa maloko a Eloyi go rapelela dikereke tse dingwe tse di nang le bothata jo bo ka bakang go thubega ga dikereke tseo gore di seka tsa thubega. A re puso ga e eletse gore go nne le dintwa tsa tumelo mme a tlhalosa fa se se ka kgonega fa kereke e ka nna seopo sengwe go tila go thubega le dintwa. O ba rotloedtse go ratana, go tlotlana, go thusana le go ikobela Modimo. Mo godimo ga se, mothusa tautona o lebogile kereke ya Eloyi fela thata ka thotloetso le kemonokeng e ba e fang puso, a tlhalosa fa puso le yone e tlaa fa kereke eo kemonokeng. Fa a amogela mothusa tautona, Kgosi Dintwa Motsamai wa Tsetsebjwe a re dikereke di eme puso nokeng ka ditsela tse di farologaneng, dingwe tsa tsone e leng go kgalema botlhokatsebe, go tlhokomela batlhoki le banalebogole. A re Eloyi ke nngwe ya dikereke tse di dirang jalo. O ile a kopa puso bogolo jang ba kabo ditsha go thusa dikereke ka ditsha. Kgosi Motsamai o ile a lela ka letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe ntswa dikereke bontsi di kopanetse ko Tsetsebjwe go ipelela letsatsi la papolo ya morena. Fa a leboga Tautona, modulasetilo wa khuduthamaga ya kereke ya Eloyi Moruti Mosa Moshoeshoe o tlhalositse fa kereke ya Eloyi e gola letsatsi le letsatsi. A re kgwetlho e tona ke gore kereke eo ga e na lefelo le e ka atolosetsang dikago tsa kereke teng, a kopa gore puso e ba thuse ka lefelo. A re Eloyi e eleletsa lefatshe leno boipuso jo bontle ja dingwaga tse di masome matlhano. religion_and_belief 8 Makhanselara a gana lenaneo la ditlhabololo Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a ganne go amogela ditogamaano tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya borobabobedi ya kgaolo e e akaretsang kgaolo yotlhe ya Legare. Mo phuthegong ya khansele eo kwa Tutume bosheng, makhanselara ba boletse fa mo ditogamaanong tseo go tlogetswe mananeo a konokono a le mantsi thata mme go tserwe a se kae fela ka ntlha ya seo ba ka seke ba amogela ditogamaano tseo gore di fetisediwe kwa khanseleng e kgolwane ya Legare. Fa a ntsha kgakololo, mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Lawrence Mazinyane o boletse fa se ba se dirang e le go itlhaba ka thipa mpeng ka ba tshwanetse go lemoga fa sejo sennye se sa fete molomo mme jaanong ba tsile go rontsha setshaba ditshwanelo tsa bone. O tsweletse a re go dira jalo ke go gana gore ditlhabololo di tle mo kgaolong ya bone mme seo se ne sa seka sa thusa sepe ka makhanselara ba boletse fa go dumela sengwe le sengwe e le nngwe ntlha e e dirileng gore kgaolo e salele kwa morago mo ditlhabololong. Mokhanselara wa Maitengwe Borwa, Rre Milidzani Chose o ganne nnyaa wa banyana, a supa fa go amogela ditogamaano tseo di sena mananeo a mangwe a ba neng ba a solofetse e tla a bo e le go itlhaba ka thipa mpeng. A re gape ba tla a bo ba sa dire dikeletso tsa batho ba ba ba romileng, a re tlhaloso ya mokwaledi wa khansele ke go ba lomeletsa mo moonong o eseng wa bone gape e lolea ga e kake ya ba isa gope ka ga e na mokwalo kana ditsetlana. Mokhanselara Anthony Chebane wa Nshakazhogwe a re seemo sa kgaolo potlana ya Tutume se ngomola pelo ka e saletse kwa morago mo ditlhabololong jalo a kopa gore kgaolo e ikemele ka nosi gore e kgone go ka itsamaisetsa mananeo a yone. Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba o ba tlhaloseditse fa mangwe a mananeo a dikopo tsa bone e rile ba a sekaseka ba bona a ka dirwa ka thulaganyo ya Ipelegeng le tiro tsa khansele potlana eo. Rre Chilimba o tsweletse a bolela fa mangwe mananeo a a seyong a kgona go tla a tsentswe ka maphata a kgona go tla a tsentse mananeo a ba bonang e le a konokono a ka fiwa maemo a ntlha. A re gape go na le kgonagalo ya gore mangwe a mananeo a a mo ditogamaanong tseo a tle a seegetswe fa thoko. E re le ntswa makhanselara a ne a fiwa bogakolodi le ditlamorago tsa go gana go amogela togamaano eo, ba ne ba le supa le le fa gore bone ga ba na go boela morago ditshwetso tsa bone ka ba na le lebaka la go gana go amogela seo ka jalo ditogamaano tseo tsa felela di sa amogelwa. BOKHUTLO society 9 Banana ba Mosolotshane ba eme ka dinao Banana ba Mosolotshane mo kgaolong ya Shoshong ba re ba tshwentswe ke seemo sa ditlhabololo mo motseng wa bone. Ba buile se, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Dikgang Makgalemele bosheng. Ba re mo lenaneong la ditlhabololo tsa kgaolo la DDP8 ga go na fa motse wa bone o tlhagelelang teng mme se, se ba tsentse tsebetsebe. E rile go bona se, banana ba ipopa setlhopha se ba se biditseng Mosolotshane Support Group go ema ka dinao go bona gore ba ka dira eng go emela motse wa bone ka dinao. Mongwe wa banana ba, Rre Peter Kgothwane, o ne a tlhalosa gore motse wa bone o motona fela thata mme seemo sa ditlhabololo, metsi, kokelwana le tse dingwe ga di ba jese diwelang. Rre Kgothwane a re go supagala gape gore le tsone ditlhabololo tse di tsileng go dirwa mo motseng wa bone go tsile go tsaya dingwaga go ntse go ise go dirwe sepe. O ne a fa sekai ka kokelwana ya motse wa bone a re e tlamela banni ba metse e e mabapi le bone mme ka jalo ga e a lekana ka e bile le ditsholofetso tsa gore e tsile go katolosiwa di seyo. Monana yo mongwe, Rre Disang Disang, o ne a tlhalosa fa ba ikaeletse go thusana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le bogogi ka kakaretso go bona gore ba tsosolosa motse wa bone. Rre Makgalemele o ne a dumelana le bone gore gongwe motse wa bone o ka tswa o saletse kwa morago mme a tlhalosa gore DDP8 ga e ise e rurifadiwe mme o tsile go dira ka gotlhe gore o ka thusa jang gore motse wa Mosolotshane le one o bone ditlhabololo. A re banana ke bone ba tshwanesteng go di goga kwa pele go bona gore metse ya bone e a tlhabologa. A re maikaelelo a puso ke go bona Motswana mongwe le mongwe a akola ditlamelo tse di tokafaditsweng. Rre Makgalemele o ne a tlhalosa gore fa ba ka bopagana jaana go ka ba isa kwa pele. O ne a ba kopa gore ba dire lenaneo le ka lone ba tlhalosang tse ba di tlhokang thata mo motseng wa bone, a rotloetsa thata mowa wa boipelego. politics 7 Tshwaragano e ka thusa go emisa lehuma Mothusa tona wa Ofising ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Dikgang Makgalemele, a re tshwaragano ke sengwe sa dilo tse di ka thusang lefatshe go fitlhelela maikaelelo a lone a go nyeletsa lehuma. Rre Makgalemele, yo o ntshitseng thotloetso kwa phuthegong ya khansele ya Bokone Botlhaba bosheng, o supile fa go le botlhokwa thata gore ba-na-le-seabe botlhe ba goge mmogo go fetola toro boammaaruri. A re e re ka lehuma ka bolone e le selo se se botlhoko mme e bile se sena maduo ape a mantle mo matshelong a bao ba amegileng, lenaneo la nyeletso lehuma le tshwanetse la emelwa ka dinao go inola Batswana ba ba aperweng ke lehuma le le feteletseng mo manokonokong a botlhoki. Mothusa tona o supile fa sengwe se se tshwanetseng sa kgaratlhelwa go fitlhelela maikaelelo a lenaneo le e le go tlhabolola thuto ya lefatshe leno. A re thuto ke nngwe tsela e e papametseng ya go tlhabolola botshelo jwa motho; a bolela fa mo nakong eno Batswana ba le bantsi ba ba goletseng mo malwapeng a a humanegileng ba kgonne go fetola seemo kwa magabone morago ga go amogela lesedi la thuto. Rre Makgalemele a re go bo puso e tsweletse ka go segela mhama wa thuto serwe se segolwanyane mo kgaoganyong ya madi a setshaba ka go tlhatlologana ga dingwaga ke go bo e lemoga seabe se thuto e ka nnang le sone mo go goroseng lefatshe leno kwa maikaelelong a lone a go nyeletsa lehuma. O rotloeditse bagogi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go rotloetsa batsadi go ema bana ba bone le barutabana nokeng, se e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko gore ba kgone go ntsha maduo a mantle. A re go botlhokwa gore setshaba se tshele se itekanetse; a supa fa go tshela ka botsogo jo bo sa iketlang go ka baka kgotsa ga gakatsa manokonoko a lehuma. Rre Makgalemele o ne a tlhalosa gore e re le mororo go na le dikgwetlho di le mmalwa tse go lemotshegileng fa di ama go diragadiwa ka thelelo ga lenaneo la nyeletso lehuma, se ga se a tshwanela go kgoba ba-na-le-seabe marapo; mme se tshwanetse sa ba gwetlha go batla ditsela tse ka tsone ba ka tilang dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone ka teng. A re kgang e tshwana le tlhaelo ya dikoloi e ka tsibogelwa ka go dira ditiro dingwe tsa lenaneo leo ka mafelo a beke ka bontsi jwa maphata bo a bo bo sa dirise dikoloi tsa one. A re go arabela selelo sa tlhaelo ya bodiredi jo bo tsamaisang lenaneo leo, lephata la gagwe le kopile la phiro ya badirelapuso go kaba diphatlha tse maphata a a amegang a nang natso fa maphata a go nna jalo a goga dinao go dira jalo. Go sale foo, Rre Makgalemele o ne a akgolela kgaolo ya Bokone Botlhaba pego ya gore e tlaa re mo nakong e khutshwane go tshwarwe dithuto thutano go betla maele a gore badiragatsi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ka bereka jang go tokafatsa go ntsha maduo a a eletsegang. A re thulaganyo eo e tlaa thusa thata go tlhomamisa gore ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma di dirwa ka nako le ka botswerere mo kgaolong. Bokhutlo society 9 Sabata e fa Kgari tlotla E rile ka Tshipi, kereke ya Sabata ya bo e diretse kgosi kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III moletlo wa go mo fa tlotla go bo a supile boeteledipele jwa mo tia jo bo nonofileng ka go busa morafe wa gagwe ka lorato, boineelo, botlhale le poifo Modimo. Fa ba amogela tlotla eo, magosi a motse ba kaile fa e le tiragalo ya ntlha go bona lekgotla la kereke le direla kgosi ya Bakwena moletlo wa mothale o. Kgosi Timothy Gaealaswe o boletse fa e le ditso e bile a rotloetsa makgotla a mangwe go tsaya malebela mo go ba Sabata. Le fa gontse jalo, Kgosi Gaealaswe o gateletse gore le yone kereke eo e itiretse ditso ka go tlhompha bogosi jwa Mokwena a tlatsa ka gore, ga ba a direla kgosi kgolo fela mme ba tlotlile morafe wa Bakwena kakaretso. O tsweletse a re o leboga mohumagadi, Mme Peggy Sechele go ema kgosi kgolo nokeng mo go nneng moeteledipele yo o botlhale yo gompieno a eletsegang e bile boitshwaro jwa gagwe bo mo tsiseditse tlotla e e kalo kalo. A re okare bahumagadi ba bangwe ba ka tsaya malebela mo go ene. O tsweletse a re o dumela gore Bangwato ba tla ipela go bo setlogolo sa bone, Kgosi Kgari 111 a diretswe moletlo wa malebogo le kakgolo. Fa a ntsha molaetsa wa malebo, moruti wa kereke eo gape e le mokwaledi mogolo wa Botswana Union Conference, Rre Kagelo Rakwena o tlhalositse gore ba itumeletse ketelelo pele ya ga Kgosi Kgari ka go bo dikereke didirisa kgotla ya gagwe ka tshosologo go galaletsa le go tsholetsa Modimo mo go yone. O gakolotse gore kgosi nngwe le nngwe e tshwanetse ya tsaya malebela mo Modimong, a tlatsa ka gore fa motho a eteletse ba bangwe pele, o tshwanetse a nna modisa yo o molemo fela jaaka Modimo. O tsweletse a tlhalosa gore go nna moeteledipele mo malatsing ano motho a itekanetse mo tlhaloganyong le mo botsogong jaaka kgosi Kgari III ke selo se sentle. O gwetlhile kgosi le mohumagadi wa gagwe go nna sekai mo motseng wa Molepolole le lefatshe leno ka bophara. O gakolotse kgosi gape gore fa motho a dira tshiamelo, motlhala wa gagwe o tla mo sala morago mme go tswe sengwe se se molemo. O bile a re go nna tlhogo ke gore o nne le maikarabelo gore o tlogele motlhala o o siameng le lenko le le monate, ka jalo o rotloeditse kgosi go tswelela a tshepa Modimo le go o ikanya gore ene Modimo ka sebele e nne ene a mo tlhomamisang. Kereke e ne ya abela Kgosi Kgari III sekano se mo go sone go kwadilweng melao e ‘some ya ga Moshe e le mpho ya go ipelela boitshwaro jwa gagwe le ketelelo pele e e lolameng. E ne ya re a tswa la gagwe Kgosi Kgari III a lebogela mpho le tlotla eo, a bo a tlhalosa fa a eleletsa kereke eo masego le tshegofatso ya Modimo. BOKHUTLO society 9 Seretse urges residents to support project Assistant Minister of Finance and Development Planning, Mr Vincent Seretse, has called on residents of Kweneng village to support the cluster garden project and produce results. The garden was donated by Kweneng District Council in partnership with the Ministry of Agriculture. Speaking during the launch of the garden on recently, Mr Seretse commended the Kweneng District Council for coming up with the initiative and stressed that such initiatives should be given the seriousness they deserve as poverty eradication was one of the president’s flagship programmes. Mr Seretse explained that the fundamental goal of poverty eradication was dignity for all. Therefore, all initiatives towards poverty eradication were commendable. However, he urged officials to make sure that beneficiaries always have the equipment that they need on time. He, however, acknowledged that transport was a major challenge in all government departments; and to mitigate it, he said, there was a proposal that all ministries should service their own fleet at the garage of their choice. The Kweneng District Council secretary, Mr Wadza Tema, explained that cluster garden approach was found most appropriate by the council to empower and engage several beneficiaries because most of the residents were faced with challenges of lack of natural resources such as land and water. Mr Tema noted that the strategy to cluster beneficiaries aspires to maximize benefits through resource sharing and skills sharing hence, the garden will be used as a training facility for seven settlements in the Kweneng District. To ensure sustainability of the project, he said, the council would ask the Local Enterprise Authority (LEA) to train beneficiaries. Mr Palelo Motaosane, the deputy chairperson of the Kweneng District Council who is also the Coordinator of the Remote Area Dweller Programme (RADP), said there were three economic projects in Kweneng, namely bakery, sewing and carpentry which were all doing well. He said RADP projects suffered shortage of staff and equipment because of the vastness of the area. He added that infrastructure such as poor roads discouraged civil servants from wanting to work in such areas. The project operates on a six-hectare fenced land. The council, in partnership with the Department of Crops Production’s community service programme, set up net shades, connected water from the matimela borehole, cleared the site, put manure, tilled soils and planted seedlings to get 13 beneficiaries to start the project operational. Kweneng, a village in the Kweneng District, has a population of 570 and 24 of them 24 were registered as destitute and 28 others were orphans while 110 people engaged in the Ipelegeng programme. ENDS economy_business_and_finance 3 Ipelegeng thuso e e maleba Lenaneo la Ipelegeng le namola Batswana ba le bantsi mo tshokolong e ba ntseng ba lebagana le yone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Sikwane, Mme Mpolokeng Pilane, a re Ipelegeng e thusitse ba le bantsi kwa motseng wa bone. E rile a ntsha pego ya gagwe mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tona wa tsa Dipagamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, bosheng Mme Pilane a lebogela dithuso tse ba di bonang go tswa mo lenaneong leo. Mme Pilane o ne a kopa Tona Mabeo gore ba okelediwe dipalo tsa Ipelegeng ka jaana batho ka bontsi ba batla go bereka mo lenaneong leo mme sebe sa phiri ke dipalo tse dipotlana. A re ba filwe masome a mane le botlhano mme ka nako ya phiro batho ba tla ka bontsi jo bo makatsang. Mme Pilane o ne gape a lebogela puso gore go thusa balemi ka go ba lemela. O ne a kopa gore go okediwe ditlhwatlhwa tsa go lemela batho ka jaana leokwane le le turu. Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kopa Tona Mabeo go ba thusa go araba selelo sa bone sa metsi a a rusi a a tswang mo dipompong. Mme Pilane a re kgang eo e tswa kgakala ba ntse ba lela ka yone mme nako kgolo ke eno. E rile Tona Mabeo a akgela mo pegong eo, a supa fa puso e itlamile go tswelela e thusa Batswana ka mananeo a a farologanyeng go tokafatsa matshelo a bone. A re Batswana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a mangwe a puso go tokafatsa matshelo a bone le gone go intsha mo lehumeng. O ne a bolelela banni ba motse oo gore tsela e ba sa bolong go e emela ya Modipane/Mabalane e tlaa dirwa ka fa tlase ga lenaneo la Economic Stimulus Programme le maikaelelo a lone e leng go tsosolosa itsholelo. Ka jalo tona a re tsela eo e tlaa tshelwa sekontere mo ngwageng wa madi wa 2017/18 mme e tlaa thusa go fokotsa dikoloi tse di dirisang tsela ya A1. economy_business_and_finance 3 Babereki ba dipolasi ba tlhoka thuto ka HIV/AIDS Mothusa kgosi wa Lerala, Kgosi Ookame Shaw a re o tshwenngwa ka fa thuto ka kanamo ya mogare wa HIV/AIDS e santseng e saletse kwa morago mo badiring ba dipolase ka teng. Kgosi Shaw o ntshitse matshwenyego a gagwe bosheng kwa tirong ya go rutuntsha babereki ba ba direlang kwa dipolaseng tsa Sherwood le tse di mabapi ka mogare wa HIV/AIDS, tlhokomelo ya bana le ditlamorago tsa go iphitisa dino. Kgosi Shaw a re go le gantsi babereki bao ga ba kgone go tsena dithuto tse di tshwarelwang mo metseng e e mabapi le dipolase ka ba nna fela ba le kwa mmerekong. Ka jalo a re kgonagalo ya gore ba tlhaele thuto ka mogare wa HIV/AIDS le mananeo a go o lwantsha e kwa godimo fela thata. O boletse fa seemo se, se tlhobaetsa ka se tla a felela se kgoreletsa maiteko a puso a gore ka ngwaga wa 2016 go bo go sena dipalo tse disha tsa mogare wa HIV/AIDS. Kgosi Shaw yo ebileng e le modulasetilo wa komiti e e itebagantseng le twantsho ya mogare wa HIV/AIDS mo Lerala ya Village Multi-Sectoral AIDS Committee, (VMSAC) a re dithuto ka mogare wa HIV/AIDS di nnela thata kwa metseng e tshwana le wa Lerala ka jalo badiri ba dipolase tse di mabapi ga ba nne le sebaka sa go nna le seabe mo go tsone. O ngongoregile gape ka gore e le boeteledipele ba motse ba itemogetse fa babereki ba dipolase tse di bapileng le metse ya Tswapong ba sa fe bana tlhokomelo e e tshwanetseng ka bontsi jwa bana ba nna ba le nosi. O tladitse ka gore bana ba felela ba nna mo diphatseng ntateng ya go tlogelwa ba le nosi ka ba abo ba sena yo o ba bontshang tsela e e siameng. O kopile batsadi go nna ba tlogela bana mo tlhokomelong ya mongwe yo o nang le boikarabelo fa ba ile ditirong tse di farologaneng. Mo letsatsing leo babereki ba dipolase tse di farologaneng ba ne ba nna le sebaka sa go itlhatlhobela malwetsi a tshwana le sukiri, madi a matona le mogare wa HIV. Bokhutlo education 4 Ditlou di jesetsa banni mo kgobedung Banni ba metse ya Kweneng Bophirima e tshwana le Sorilatholo ba re ba tshelela mo letshogong ke ditlou tse jaanong go lebegang di ikemiseditse go nna mo kgaolong eo. Mo potsolotsong, banni ba Sorilatholo ba boletse fa ba tshosiwa ke gore ga ba a tlwaela diphologolo tseo e bile di le borai mo matshelong a bone gape di tla ka tshenyo e ntsi. E ne ya re bosheng, segopa sa ditlou di ka tshwara bosupa tsa ralala Sorilatholo go lebega di batla metsi mme tsa baka tshenyo mo masimong a di neng di feta mo go one. Ditlou tseo di digile diterata tsa masimo ga mmogo le a dijarata le masaka a di fetileng mo go one. Mogolwane mo lephateng la diphologolo, Rre Badisa Sekonopo o boletse fa ba utlwaletse motsamao wa ditlou mo Sorilatholo ka Mosupologo mo bekeng e e fetileng a kaya fa go supagala di sentse masimo a le mantsi. O tlhalositse fa ba setse ba bone masimo a a sentsweng a ka tshwara botlhano. Le fa go ntse jalo, Rre Sekonopo a re ditlou tseo di sentse diterata fela mme ka go sa lengwa ga di a senya sepe sa dijwalo. A re fa ba ntse ba batlisisa, banni ba boletse fa ba bone ditlou di le lesome le motso mme bone ba kgonne go bona metlhala ya ditlou di le nne mo tseleng fa ba ya Kaudwane. Ka jalo o tlhagisitse banni ba Sorilatholo gore ba itlhokomele fela thata ba seka ba tsosetsa ditlou modumo e bile ba seka ba tsamaya ka dintsa tse dintsi ka tlou e le phologolo e e sa batleng modumo. O rurifaditse fa ba ba senyeditsweng ba tlaa phimolwa keledi. E re le fa go ntse jalo, a re ba beile seemo seo leitlho ka ba tsweletse ka go senka ditlou tseo go bona gore ba di busetsa kwa di tswang teng. Mongwe wa beng ba masimo a a sentsweng ke ditlou tseo ke Mme Kgalana Keobetswe yo o boletseng fa ditlou di tsene bosigo ba robetse. Are e rile phakela fa a ya tshimong a fitlhela ditlou tseo di robile terata le dikota ebile a tshositswe thata ke motlhala wa tsone ka e ne e le lantlha a o bona. Mme Kgalana a re jaanong o tshelela mo letshogong ka a ise a bone phologolo eo mo botshelong jwa gagwe. “Ke ne ke tshogile ke sa itse gore fa di ka bowa ke ya go dira jang, a tlatsa ka go re ‘ke tshaba tlou go e tshaba’. A re ditlou tseo di mo senyeditse tshimo ntswa a ne a setse a ipaakanyetsa go lema. A re dikota tsa tshimo o di agile fa e santse e le modiri mo Ipelegeng. Mme Baroma Keoabetse ene a re ditlou tseo di ratile go ba bolaya. A re o utlwile modumo bosigo ba robetse mme ya re a tsholetsa tlhogo a okomela a lemoga fa tlou e le fa tankeng ya metsi fa pele ga jarata. A re ka bofefo ke fa a ikhurumetsa ga mmogo le bana ba bana ba gagwe ka kobo gore tlou eo e seka ya ba utlwa ka monko. A re ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a robetse mo ntlung e nngwe mme a ne a setse a tsogile a okomela go batla go bona gore ke eng se se dirang modumo. A re e rile a bona tlou a bo a siela mo tlung e ba neng a robetse mo go yone. Ntsa le yone ya bo e duba thankga ka go bogola. Ka go rialo tlou e, ya tlhakana tlhogo, ya tabogela kwa tlung e mosimane a neng a robetse teng, mme a iphemela ka go ragoga ka lebelo jaaka e ne e tla e mo kobakobile. Mme Keobetswe a re mosimane o thusitswe fela ke go latlha tlou eo ka go e pota kwa phefo e yang teng mme a falola loso. Kgosi Olebetse Phemelo wa Sorilatholo a tlhalositse fa e se la ntlha ditlou di tsena ka motse wa bone. A re seemo se jaanong go lebega ba tshwanelwa ke go se tlwaela ka e bile e le ngwaga wa boraro ditlou di ralala motse. Kgosi Phemelo a re gompieno ba tshogile ka di tsile di le di ntsi thata. Le fa go ntse jalo, a re ba rulagantse go bitsa phuthego e mo go yone ba tlaa bong ba biditse ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go tla go ruta batho go tshela le ditlou Go bolelwa fa motsamao wa ditlou o simolola kwa phakeng go ralala meraka le metse ya Kweneng Bophirima go tsamaela ko metseng ya Macheng go ya go tsena kwa Kgope. society 9 Ba Maun ba atla tshwetso ya ga Moremi Mopalamente wa kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Tawana Moremi o itsisitse morafe wa Maun fa tema ya gagwe ya sepolotiki e wetse mme a boela bogosing. Mopalamente Moremi o buile jalo mo phuthegong e a neng a e buisa kwa Maun bosheng. A re o sale a lekile go lwela ditshwanelo tsa bone, bogolo jang tsa lefatshe e le kgosi mme a bona fa a ka di kgona e le moemedi wa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, Rre Moremi a re maiteko a gagwe a go lwela ditshwanelo tsa batho ba gagwe, bogolo jang ka fa ntlheng ya tsa lefatshe, di iteile sefolololetse mme o bona gore go botoka a tlogele polotiki. Rre Moremi ka jalo o ne a gakolola banni bao gore go na le batho ba le bantsi ba ba ka emelang dikeletso tsa bone mo kgaolong ya Bokone Bophirima, ba ba rutegileng e bile ba na le bokgoni go tsweledisa fa a emeng teng ka go buelela kgaolo mo dikgannyeng tse di farologaneng. Rre Moremi o ne gape a tlhatswa kgang ya gore o eme ope nokeng yo o emelang ditlhopho tse di tlang mo Maun Bophirima. A re tiro ya gagwe o e weditse mme a ka sere o ba bontsha yo ba tlaa mo tlhophang, a re botlhe ba ba emang mo kgaolong eo ba tlaa phadisana mme banni bone ba tlaa tlhopha yo ba mmatlang. Mabapi le dikgang tsa lefatshe, bogolo jang tsa Moremi Game Reserve le Maun Educational Park, Rre Moremi o supile fa a latlhetse toulo le mo go tsone, a supa fa a lekile go bua ka tsone kwa palamenteng mme go sana nko e tswang lemina. O bile a supa gore maikaelo a go seka dikgang tseo semolao le one o a boetse morago, a tlhalosa fa go supagetse fa dithata tsa Maun Educational Park di le kwa ofising ya kabo ditsha ka ba di file lephata la tikologo le le nang le setlankana sa lefatshe leo. Rre Moremi o ne a lekodisa banni le ka tse dingwe tse di builweng kwa palamenteng le mananeo a puso. Mme o ne a re o itumelela molao wa kabo ditsha o o fetotsweng gore go lemogwe ditsha tsa pele ga makgotla a kabo ditsha, a supa fa o araba matshwenyego a gagwe. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Maun ba ne ba itumelela gore Mopalamente Moremi o boela bogosing. Mme Obonya Morapedi le ene o ne a lebogela Mopalamente Moremi tiro e ntle e a e dirileng kwa Palamenteng ya go emela dikeletso tsa batho ba Maun Bophirima, mme a re go molemo go bo a boela gae. BOKHUTLO politics 7 Serinane o tlhomile Galeate kgosi Dibui kwa moletlong wa go tlhomamisa kgosi wa Serinane, Kgosi Malang Galeate bosheng di mo gakolotse go tshwaragana le morafe wa gagwe gore a kgone go busa ka botswerere. Kgosi Malope wa bobedi wa Bangwaketse, yo e neng e le sebui kwa moletlong oo, o boleletse Kgosi Galeate fa a tsene mo tirong e e masisi e e tlhokang motho yo o iketlileng mo mogopolong, a bolela fa dikgwetlho tse a yang go kopana le tsone di se kana ka sepe. O mo gakolotse go itlotla le go ikgapha mo go amogeleng pipa molomo le gore a sekele ditsheko tshotlhe mo kgotleng e seng kwa lwapeng ka go ka mo tsosetsa medumo. Kgosi Malope II o kopile Kgosi Galeate go sa dire sepe ka go phasumela fela, bogolo jang fa a sa tlhaloganye sengwe, mme a botse ba ba golwane, a re go sa dire jalo go ka tlhakatlhakanya motse. O kopile morafe wa Serinane go tlotla Kgosi Galeate gore le ene a ba tlotle ka go twe susu ilela suswane gore suswane le ene a go ilele.Kgosi wa Mantshwabisi, Kgosi Dikaelo Tsiang ene o ne a re go ema a tlhagisa Kgosi Galeate fa a tsile go dira le batho ba bantsi ba ba farologanyeng ka ditlhaloganyo, mme a tshwanetse a ba tsaya ka tekatekanyo ka e le ba gagwe botlhe. A re a kope thuso le botlhale mo Modimong a etse kgosi Solomon wa Baebele, a kaya fa go busa ntle le go ikanya Modimo e le maithamako fela. Rangwaneagwe Kgosi, Rre Kewetse Saborole ene o ne a kopa ngwana wa ga mogolowe go tlotla setilo sa bogosi, a mo kopa go utlwa molao le ditaelo tsa ba ba mo layang, a di bofelele mo thamong ya gagwe go busa a ikaegile ka tsone. Fa a araba, Kgosi Galeate o ne bolela fa a utlwile ditaelo tsotlhe mme a tlaa ikanya Modimo gore o mo nonotshe. O solofeditse go dira bojotlhe jwa gagwe le gone go sa swabise batho ba Serinane. Gape okopile banana go mo ikatumetsa, ba dire mmogo le ene ka e le bone baeteledipele ba kamoso. Kgosi Galeate o tlhatlhama Kgosi Shoti Matlatso yo o tlhokafetseng ngwaga ono o simologa. BOKHUTLO society 9 Nyamadzabo ga a ipone tsapa Rre Pelonomi Nyamadzabo, molemi morui kwa Palapye, o itiretse leina ka thuo ya dikoko tsa nama. Rre Nyamadzabo a re o simolotse kgwebo ya go rua ka ngwaga wa 2018. A re ga a dira dithuto dipe tse di amanang le thuo ya dikoko, mme o gogetswe mo thuong ke lerato mo diruiweng tse. Rre Nyamadzabo a re go sa ithutela tiro e, ga se sekgoreletsi ka a ikemiseditse go lepalepana le dikgwetlho tse a kopanang natso jaaka malwetse a dikoko, go kopa thuso le go dira dipatlisiso. A re bareki ba a akaretsa dikole le marekisetso a dijo. O tlhalositse fa mmaraka o le montsi thata mo a felelang a sa kgone go o kgotsofatsa. A re seemo sa segajaja sa COVID-19 se mo amile fela thata mo a feletseng a rekisa dikoko ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase a lebile gore hoko ya gagwe e ka se beye dikoko tse dintsi mo sebakeng se setelele. A re morago ga kiletso mesepele, kgwebo ya gagwe ga e ise e boele mo maemong a yone mme o na le tsholofelo ya gore e tlaa boela. Rre Nyamadzabo o ne a supa fa a godile fela thata mo thuong ya gagwe, a re o simolotse ka dikoko di le masome a matlhano mme gompieno di tshwara sekete le makgolo a le matlhano. O supile fa dikoko di batla lerato le bopelotelele gore di ate ka bonako. A re kgwebo e, e mo tlhatlositse mo botsheong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Botsogo konokono mo tirong Mogolwane kwa ofising ya ga mma melao mogolo, Mme Hazel Morakaladi a re ba tsaya tsia botsogo jwa badiri mo lephateng. Fa a buisa bodiredi jwa bone jwa ofisi ya Palapye ka Labotlhano ka letsatsi la boitekanelo, Mme Morakaladi a re gore modiri a ntshe maduo mo tirong o tshwanetse gore a bo a itekanetse mo mmeleng, tlhaloganyo le mo moweng. A re bogogi bo tshwanetse go nna bo lekola badiri ba bone le go anamisa mananeo a mangwe a puso jaaka le lesha la Test and Treat 90-90-90 la botsogo, bogolo jang ka puso e rotloetsa tshireletso go na le kalafi. Mooki yo mogolwane, Rre Tshwaraganang Phillimon a re ba godisa serodumo le boitekanelo jwa batho ka go ba fa ditlamelo jaaka go itlhatlhobela malwetse le go alafa botlhe ba ba amilweng ke malwetse a dikobo. A re e ne ya re Seetebosigo a tlhola gangwe mono ngwaga, botlhe ba ba nang le mogare ba tsena mo kalafing go sa lebelelwa masole a bone a mmele gore a ko tlase. Rre Phillimon a re se se tla dira gore batho ba tshele lobaka go na le jaaka pele mo nneng motho a ne a letlelelwa gore masole a motho a wele tlase ke gone a bo a fiwa kalafi. A re mabaka a a dirang gore batho ba felela ba amilwe ke mogare ke go tlhoka go dirisa sekausu sentle, nnotagi le go tsena mo kgwebong ya go gweba ka mmele. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore bontsi jwa batho ba ba nang le madi, ba dirisa bao ba ba senang madi go tlhakanela dikobo go sena tshireletso mme se se felela se baka gore yo o senang madi a nne mo diphatsing tsa go tsenwa ke malwetsi a dikobo. health 6 Khansele ya Palapye e thusa batlhoki bana ba le 1 851 Dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso di kwa godimo mo kgaolong potlana ya Palapye, le mororo modulasetilo Rre Onneetse Ramogapi a supile fa dithuso tsone di goroga sentle kwa go ba di ba lebaneng. Rre Ramogapi o supile se mo phuthegong ya khansele potlana ya Palapye bosheng. A re khansele potlana e thusa batlhoki ba le 1 503, ba nakwana ba le 1 482, bana ba ba nang le letlhoko ba le 43, balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malapeng gammogo le bana ba dikhutsana ba le 1 851. Modula setilo a re go lemogilwe fa tiriso ya dikarata tse di rekang e ne e ya bokhutlong ka Phalane ngwaga o o fetileng, mme tsa okelediwa tiriso go fitlhelela ngwaga ono wa madi o wela. Rre Ramogapi o ne a re khansele e tsweletse ka go tlhaelelwa ke dikarata tsa theko, ka jalo go bonya go di abela ba ba tshwanetseng go di abelwa mme go a lekwa gore ba di bone. Rre Ramogapi o ne a supa fa khansele e tsweletse ka go tlhabolola bana ba dikhutsana ka go ba isa kwa mafelong a a faphegileng go ya go ba rutuntsha jaaka ba ne ba isa ba le 35 kwa Khwai, kwa lefelong la diphologolo la Moremi, kwa ba neng ba rutwa go bala le go kwala teng. Bana bao ba lekwalo la bosupa , ba ne ba tswa mo mafelong a a farologaneng a supa , ba tlhokomedi ba ba bone ba ne ba rutuntshiwa kwa motseng wa Maunatlala. Khansele e ne ya seka ya iteela ntle bana ba ba nang le diemo tse di thata tsa botshelo, ba dingwaga tse 6 go ya go 9, ka ba ne ba isiwa kwa Radisele le Seolwane go ya go rutuntshiwa teng, ba tswa mo metseng ele merataro. A re thutuntsho eo, e ba tswetse mosolo ka maduo a yone a bonala. O ile a tsaya sebaka go leboga botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go thuseng batho ba kgaolo ya Palapye ka matlo, badirela puso le madirelo a a ikemetseng le a a tlhakanetseng ditsamaiso le puso. A re matlo ao, a aname le metse e e agang Palapye le ene Palapye o bonye sengwe mo kagong ya matlo ao. Modulasetilo o ne gape a itebaganya le ditiro tse di tsweletseng mo kgaolong tse a rileng di lesome le bobedi . A re tsone ke ya go nosetsa ditshipi kwa Radisele, ya matlalo kwa Lerala, ya go roka mo Palapye le Lerala, ya kapii ya borotho kwa Malaka le Lecheng fa ba Mokungwane bone ba ruile dipudi, mo Palapye ele ditshingwana tse a reng di dira sentle thata, kwa Ratholo mongwe a dira diice pop. Rre Ramogapi a re ditiro tseo ,di fetotse seemo sa matshelo mo go bao ba ba di abetsweng le ba malwapa a bone. A re ke maikaelelo a khansele go thusa go bapatsa bao ba ba thusitsweng ka nako ya letsatsi la baji bareki le la ipapatso ka ba kgona go rekisa di tsa bone. O tsweletse a re mo ngwageng o o fetileng ka Phukwi, tiro ya matlalo ya Lerala e ne ya emela kgaolo kwa Gaborone mme ya bona dikatso tsa P10.000, fa godimo ga moo, thekiso ya dithoto tsa letlalo le yone ya nna teng ,a tlatsa ka gore se se ne sa dira botsalano le bagwebi ba ba tswang kwa ntle ka dilwana di ne di kgatlhisa leitlho felathata. Rre Mogapi a re lenaneo la twantsho lehuma le tsweletse sentle mo kgaolong mo ditirong tse di farologaneng. A re batho ba le 124 ba kgonne go thusiwa ke ba boipelego, mme ba kgonne go rutuntsha ba le 62 mo ditirong tse di farologaneng jaaka go dira moriri, kapai ya borotho, go roka, go apaya le go rekisa dijo. A re batho bao, ba neetswe go jesa dikole borotho le go di rokela paka ya sekole kwa metseng ya bone, seo ele gone go batiisa moko gore ba itshetse. O tsweletse a re dingwe tsa ditiro tseo di kgonne go thapa banana ba bangwe. A re maikaelelo ke go rutuntsha bao ba ba setseng pele ga ngwaga one wa madi o wela. BOKHUTLO politics 7 Ba Boteti ngongorega ka therisanyo Makhanselara a Boteti a kgadile koporase ya Water Utilities ba re ga e rerisane le bone ka mathata a metsi. Ba buile jalo kwa phuthegong ya khansele-potlana ya Boteti e e neng e tsene mo Letlhakane, ba re le fa go na le mathata a metsi ba WUC ga ba tsibogele go rerisa setshaba ka seemo sa metsi. Ba ne gape ba re ba batla go tlhalosediwa gore lenaneo la go agwa ga lefelo le le tlhatswang metsi la Southern Central cluster le simololwa leng ka ba solofetse gore ke lone le ka arabang selelo sa bone. Mokhanselara wa Mmadikola/Xhumo Rre Elijah Motsamai o ne a ngongorega ka gore kwa Mmadikola metsi a tsena mo tankeng mme ga a kgone go phatlalala le motse. Mokhanselara wa Toromoja Rre Solomon Cornelius a re Toromoja ga a na metsi gotlhelele e bile o nosiwa ka koloi. Rre Cornellius a re matshwenyego a magolo ke gore ga ba sielwe metsi sentle jaaka ba ne ba solofeditswe, a tlatsa ka gore batho ba Toromoja ba bolawa ke lenyora. A re ba ne ba ba solofeditse gore ba tlaa ba siela metsi gararo mo bekeng. Mokhanselara wa Mopipi Rre Matshwenyego Shaka a re ba tshwenngwa lenyora. Rre Shaka a re ba ne ba solofetse gore kgang ya lenaneo la Southern Central Water Plant cluster e tlaa rarabolola mathata a metsi. Mokhanselara wa Tsienyane Bophirima Mme Batoli Manyuni o ne a botsa gore thulaganyo eo e direlwa kae fa ba sa lekodisiwe ka yone e bile go sena se ba se bonang se tsweletse pele. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Baobonye Loeto a re badiri ba koporase ya metsi ba palelwa ke go laola seemo sa metsi. Rre Loeto a re ba palelwa ke go tswa ka maano a gore ba ka thusa batho jang gore ba bone metsi a tlhalosa fa Mopipi a sena metsi. A re fa go buiwa ka seemo sa metsi ba arajwa ka madirelo a metsi e e tlaa dirwang, a tlhalosa gore ba batla mogolwane wa metsi gore a tle go rarabolola mathata. E rile a ba araba, Rre Gojamang a re ba bua le bogogi jwa motse nako tsotlhe fa go na le mathata a metsi. Rre Gojamang a re mathata a Mopipi ke gore go na le tshenyo e ntsi ya didirisiwa tsa metsi e e leng yone e dirang gore metsi a tlhaele. Fa a bua ka kgang ya madirelo a metsi a southern central water plant cluster a re ba kopile madi kwa bankeng ya mafatshe, ka jalo lenaneo la teng le na le tsamaiso e e nang le dikarolo. Bokhutlo society 9 Babalelang dikoloi tsa puso Tona wa lephata la botsogo, Dr John Seakgosing, o gwetlhile bakgweetsi ba dikoloi tsa puso go di babalela. E rile a bua kwa diphuthegong tsa kgotla, tse di neng di tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama bosheng, Tona Seakgosing, a tlhalosa fa maphata a puso ka bontsi a se na dikoloi ka ntlha ya gore di senyegetse ruri. A re e re le ntswa bontsi jwa tsone di senngwa ke gore ditsela dingwe ga di a siama, bakgweetsi bangwe le bone ba na le seabe mo tshenyong eo ka ba sa di kgweetse sentle. O ba kopile go di kgweetsa ka kelelelo gore di kgone go solegela setshaba, molemo, bogolo jang kwa metseng e go se nang ditlamelo ka di dirisiwa thata teng. Tona o ne a araba dilelo tsa badulasetilo ba ditlhabololo, tsa metse eo, ba ba neng ba itela ka letlhoko la dikoloi. A re le fa go ntse jalo, dikoloi di tletse kwa lephateng la dikoloi tsa puso la CTO ka gore go na le letlhoko le letona la madi mo lefatsheng ka jalo dikoloi di tsaya lobaka di ile go baakanngwa. Tona Seakgosing o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le tsere tshwetso ya gore kwa mafelong a a kgakala e bile go na le le letlhoko la dikoloi, fa moithaopi mongwe mo motseng a ka isa molwetse kwa kokelong, a atswiwe. O ne a tlhalosa gore thulaganyo e ga e simologe, mme ka jalo go tshwanetse ga nna le bosupi go tswa kwa mooking. A re ba lemogile fa letlhoko la dikoloi bogolo jang kwa mafelong a a kgakala le le legolo, mme ka thuso ya setshaba matshelo a ka bolokesega. Mo go tse dingwe, mogolwane wa kwa koporase ya Water Utilities (WUC) Rre Meshack Balebetse, o ne a kopa baagi ba metse eo go nna keletlhoko le go somarela metsi. Rre Balebetse o ne a tlhalosa gore go na le letlhoko le le ntsi la metsi mo lefatsheng ka bophara, mme fa setshaba le sone se ka nna le sebae mo go somareleng thothi go ka nna botoka. O ne a tlhalosa gore lephata la WUC jaanong le batla go simolola tiriso ya metsi ka dikarata bogolo jang kwa go nang le dipompo tsa setshaba ka e le gone kwa go lemogilweng fa metsi a sa dirisiwe metsi sentle. Kwa motseng wa Khwee, Rre Balebetse a re ba tshwenngwa ke gore e re go na le letlhoko la metsi le lentsi, barui bangwe ba nosa leruo la bone metsi a morafe mme go felele go se na metsi gotlhelele. A re go nosa leruo metsi a setshaba ga go a siama gotlhelele, mme a ba kopa gore a metsi a dirisiwe sentle ka fa tshwanelong. Kwa Letlhakane Rre Balebetse o ne a tlhalosetsa banni fa ditiro tsa go tsaya metsi kwa didibeng tsa Diphuduhudu le Seipone di simolotse mme ka jalo banni ba tlaa nna le metsi. health 6 Ba kgothadiwa go tsaya diritibatsi Kgosi Enametse Sebolao wa Pallaroad mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba rotloeditse go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV fa ba iphitlhela ba na le one. Kgosi Sebolao o buile se mo potsolotsong bosheng. A re boeteledipele jwa metse ka go farologana bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse. A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare. Kgosi Sebolao a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo. Kgosi o tlhalosa fa nako e gorogile ya gore setshaba se tlhabiwe ke ditlhong mo go tlhomamiseng gore ba tsaya kgato e e maleba, a tlatsa ka gore go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng ka teng. O ba kopile go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke ka fa go tshwanetseng ka teng go lwantsha bokete jwa mogare. Go santse go le go foo, a re go a tshwenya gore e re mo nakong ya gompieno go bo go santse go na le masea a a tsholwang a na le mogare wa HIV le mororo mananeo a a tshwanang le a PMTCT a le teng go hemela bana bao. A re fa lenaneo le le itshupile le na le ditla morago tse di molemo go sa ntse go na le masea a a tsholwang a na le mogare ka ntlha ya gore bomme bangwe ba maoto a tshupa go le tsenelela, le mororo ba itse seemo sa bone sa mogare. “Batho a re babaleleng masea a rona ka lenaneo la PMTCT tu ke a lo kopa,”a tlhalosa. O kaile fa go itlhokomolosa lenaneo la PMTCT ke bomme bangwe e le go phirimisa ditoro tsa puso tsa go fedisa segajaja sa HIV/AIDS. A re o kgothatsa bomme gore fa ba lemoga fa ba imile ba ikatumetse ba bongaka go itlhatlhoba le gone go tsaya dikgakololo gore ba tle ba sireletse masea. Kgosi a re,e re ka HIV/AIDS e apesitse lefatshe leno kobo la letshoba,a re o rotloetsa lenaneo la loaro la borre ka e le nngwe tsela e e ka thusang go fokotsa kanamo ya mogare ka ba bongaka ba supa rre yo o rupileng a sireletsegile ka 60% go ka tsenwa ke mogare. A re mo godimo ga moo, o ba rotloetsa go tswelela ba dirisa dikhondomo ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo. A re o kopa bomme go rotloetsa bana ba bone ba basimane gore ba rupe, a tlatsa ka gore kwa ntle ga go fokotsa go tsenwa ke mogare gape ba leka go thusa gore mme a seka a tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo. Kgosi Sebolao a re o rotloetsa setshaba ka kakaretso go ema ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS ka methale yotlhe e puso e tlang ka yone go ka nyeletsa segajaja seo. society 9 Methale ya go itshetsa e mentsi Bagolo ba tsweletse ka go supegetsa banana gore le fa letlhoko la ditiro le ile magoletsa, methale ya go itshetsa e santse e le mentsi. Ba supa ka go dira dilo tse dintsi tse di amanang le ngwao e bile di na le dipoelo tse di nametsang. Bangwe ba dira dinkgwana, ditlatlana, ditilo tsa dikgole le tse dingwe. Mme Mpaka Modise, yo o dingwaga tse di masome marataro wa Moshupa, ke mongwe yo o tshegeditseng segologolo sa go itlhamela tiro ka diatla tsa gagwe. O dira dipheelo tsa Setswana ka bojang jwa motshikhiri. Mme Modise o tlhalositse mo potsolotsong bosheng gore o sale a simolotse tiro ya go dira dipheelo tsa Setswana bogologolo tala a e rutiwa ke batsadi ba gagwe. A re e ne e le tiro ya basetsana go dira dipheelo tsa Setswana mme e re go tswa foo ba di dirise go feela mo lwapeng ka e ne e le tsone fela di dirisiwang go dipheelo tsa segompieno. O tlhalositse fa lefeelo la Setswana le dirwa ka bojang jo bo omileng. A re o lemogile fa lelwapa lengwe le lengwe le tlhoka go feelwa ka jalo lefeelo la Setswana e le lone le ka dirang tiro botoka. O tlhalositse gore fa lefeelo le fetileng teng ga go motlhofo gore tlhaga e mele. Mme Modise a re go dira lefeelo la Setswana go motlhofo fela thata e bile ga go tseye nako e ntsi. O boletse fa a dira dipheelo ka nako ya gagwe ya iketlo mo lwapeng mme morago a ye go a rekisa kwa batho ba tsamaelang teng thata jaaka kwa mabentleleng. A re o rekisa lefeelo P10 le le lengwe mme a re batho bangwe ba lela ka gore a ba bolaisa mokwatla. Mme fela a re ba tlamega go reka ka a le tlhwatlhwa e kwa tlase mme gape a re dipheelo tseo di dira tiro botoka go gaisa tse dingwe. Legale Mme Modise a re o kopana le dikgwetlho tsa gore bojang ga bo bapalwe nako nngwe le nngwe. A re bojang bo bapalwa fela bo setse bo omile. Mo godimo ga moo,o supile fa a sena koloi ka jalo go bapala bojang le go ya go rekisa dipheelo ke kgwetlho. Mme Modise a re ga a ke a ipona tsapa go ya go batla bojang kwa bo ka bonalang teng paka nngwe le nngwe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Puso e lela ka dipego tse di sokameng Mmuso wa re o hakgamadiwa le go swabisiwa ke dipego tse di tsweletseng ka go anamisiwa mo metsweding ya dikgang e e ikemetseng ya lefatshe leno, e mo go yone go lebegang dithamakgorwana le go iphaapaanya le boammaruri e setse e le mokgwa wa tlwaelo Pego ya mmuso ya re dingwe tsa dikgang tse di akaretsa mahoko a a sa supeng setho le tlotlo mo go Tautona Lt Gen.Seretse Khama IanKhama a gore o amana le go thubega ga lelwapa lengwe, mo kgannyeng e e tsweletseng kwa makgotleng a ditsheko tsa Setswana, le magatwe a gore mmuso o pateleditse Basarwa ba Ranyane kwa Ghanzi go huduga. Mmuso gape o latotse magatwe a gore agente wa leina la Gordon Bennet yo a neng a emetse Basarwa, o pateleditswe go tswela lehatshe leno ka kgoro. Kgang e nngwe ke ya gore megala ya batho e reediwa ka sephiri le gore lehatshe la Botswana le lejwa ke mahatshe mangwe le le bosula. Ka jalo, mmuso wa re o bona go tlamega jaanong gorego ntse ebile go le kane go itlhokomolosa dikgang tse le gore jaanong o arabe dikgang tse le go supa se tota e leng boammaaruri. Mmuso wa re dikgang tse di itaya sechaba tsebe le go tlhotlheletsa ketsaetsego ka seemo sa lodula le thokgamo mono Botswana. Wa re seemo se ga se eletsege ka se etsaetsisa sechaba, bajanala le mahatshe a a tshwaraganetseng ditlhabololo le mmuso, mmogo le baabi ba dithuso le baemedi ba mahatshe a sele mono. Mmuso wa re go maswabi gore setlhogo sengwe sa koranta ya The Voice ya bosheng jaana, se ne se bolela ha tautona a amega mo thubegong ya lelwapa lengwe, e tla e re tautona a tsenye lebogo mo dikgannyeng tse di sekwang kwa makgotleng a ditsheko. Mmuso wa re pego e ya The Voice, ke go tlhokela tautona maitseo le go tshameka ka maikutlo a sechaba ka gore ga go na boammaaruri bope mo go yone. Mo kgannyeng ya khuduga ya Basarwa go tswa kwa Ranyane, pego ya re koranta ya Sunday Standard le ya The Patriot di ne di e rwele kwa tlhogong go bua magatwe a a senang boammaaruri, a gore mongwe wa leina la Gordon Bennet o lelekilwe mo lehatsheng leno a sena go kgothwakgothwa le go tshwarwa ke ba sepodisi le ba tsa mesepele. Mmuso wa re ga gona boammaaruri bope mo kgannyeng e. Wa re koranta ya Mmegi hela jaaka e jele tlwaelo, e bile e le mokgwa wa yone wa go bega dikgang tsa lesenyo, e ne ya tlhoma kwa pele kgang ya magatwe a gore lehatshe la Botswana le akareditswe mo mahatsheng a a sotlang babereki le go sa tseye dikgang tsa bone tsia. Mmuso wa re go mo seding gore koranta ya Mmegi e loka kgang e, ka go bua gore boatlhodi ja lehatshe leno ga bo a gololesega le gore bo nna bo sokamela ka ha mmusong ha bo atlhola ditsheko. Koranta eo ya re gobo mmuso o kaile ha ditirelo tsa barutabana le tsa ba matlhoko a leruo e le tsa botlhokwa, go raya gore badiri ba tsone ba beilwe ka ha mosing, ka ga ba letlelelwe go tsena mo go ngaleng ditiro. Mmuso wa re se se tshwenyang ka dipego tse ke gore metswedi ya dikgang e e di gasagasang, ga e ise ka nako epe e itshwenye go di rurifatsa le ba ba ka di arabelang, le go supa gore ba ba lebaneng ba ganne go araba ha ba bodiwa. Puso ya re dikgang tse di senang boammaaruri jaana, di gomagometsa itsholelo ya lehatshe leno, thitibalo ya lone ya sepolotiki le ka ha le lejwang ke mahatshe a mangwe ka teng. Mmuso wa re go papametse gore maikaelelo ke go tlhobosa puso ya nako eno, go gabilwe go bona dipoelo tsa go rekisa dikgang, le go iphitlha ka sepolotiki maikaelelo e le go tladika ina le lentle la bogogi ja lehatshe leno. Wa re le fa go ntse jalo, lehatshe leno le tlaa tswelela ka go tlotla kgololesego ya bobegadikgang le mmua lebe go bua la gagwe. Wa re go dirwa jaana go tlotla tsamaiso ya puso ya batho ka batho, thitibalo ya sechaba le pabalesego ya sone. Mmuso wa re o solofela gore metswedi ya dikgang e bege ka boammaaruri le boikarabelo go tsamaelana le boitshwaro jo bo solofelwang mo bobegeng-dikgang. Puso ya re e tlhomamisetsa sechaba le mahatshe ka kakaretso gore lehatshe leno, le tlaa tswelela ka tsamaiso ya puso ya batho ka batho, e mo go yone molao o sa tlhaoleng ope. Ya re ke sone se metswedi e e tsweletseng ka go senya lehatshe leno leina, e sa kgorelediweng ka gope mo tirong ya bobegadikgang ja dikoranta, diromamowa le maranyane a internet. Mmuso wa re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go akarediwa bobegadikgang go tlotla seriti le tshwanelo ya yo mongwe, go tsamaelana le molao mothao wa lehatshe leno. Bokhutlo politics 7 Maiteko a go thibela malwetse a a bonala Mong wa kokelo ya Riverside kwa Francistown, Dr Kgosidialwa Mompati, o galaleditse maiteko a puso e a dirang go thibela malwetse. E rile a simolodisa letsholo la mokento wa go swa mhama kwa Sebina ka Laboraro, Dr Mompati a bolela fa maiteko a lefatshe leno le a dirang mo go thibeleng malwetse a a ka kganelwang e le a a kwa godimo thata. A re mmuso o tsebe ntlha go utlwa molaetsa wa lekgotla la ditshaba la botsogo (WHO), ke ka moo o tsereng tshwetso ya simolodisa mokento wa bolwetse go emisetsa o ntseng o le teng wa lerothodi. O ne a tlatsa ka gore seo se supa fa puso e tshwenyega ka matshelo a batho, ka jalo a kopa setshaba go ema nokeng maiteko otlhe a puso e a dirang go thibela malwetsi a a ka laolesegang. Dr Mompati o kaile fa go emisetsa lerothodi ka mokento seo se sa reye gore lerothodi leo le ne le sa dire tiro ya go thibela go swa mhama, mme a re seo go lemogilwe fa mokento o le botoka thata mo go lerothodi ka bana fa ba rothosediwa, go ne go le belaesega ga molemo ba sa nwe otlhe ka bangwe ba a o kgwa. O ile a bolela fa go rothisetsa lerothodi leo go tla nna go tsweletse go dirwa go fitlhelela go nyelediwa gotlhelele fa nako e ntse e tsamaya. A re batsadi ba seka ba gakgamala fa bangwe bana ba rothosediwa molemo bangwe ba kentiwa, mme a gatelela ka gore ke molemo o le mongwe o a tshwana o bereka go tshwana. Gape o ne akgola puso, a re malwetsi a tshwana le kgotlholo e tona, go swa mhama, mmokwane le a mangwe a simololwa go kentelwa ngwana fa a santse a tsholwa e le go leka go thibela bolwetsi pele ga kalafi. O tsweletse a tlhalosa fa bolwetsi jwa go swa mhama bo anamisiwa ka go tlhoka go dirisa ntlwana ya boiteketso le go sa tlhape diatla morago ga go dirisa ntlwana ya boiteketso, ka jalo a kopa batho go itshireletsa ka dinako tsotlhe go tila go amiwa ke malwetsi a a thibelwang. Dr Mompati o ile a galaletsa batho kana batsadi ba kgaolo potlana ya Tutume ka dipalo di supa fa bana mo kgaolong eo ba kentetswe malwetsi ka go farologana ga one a selekanyo sa masome a ferabongwe le bosupa mo lekgolong. O ile a gwetlha setshaba go tsibogela dikgang tsa botsogo le go nna ba botsa fa ba sa tlhaloganyeng teng le go thusa ka megopolo go tokafatsa ditirelo tsa botlhe, a gatelela ka gore mmogo ba ka kgona. Dr Mompati o ne gape a ba kopa go itlhokomela mo mogareng wa bolwetsi jwa HIV le bolwetsi jwa AIDS le go thusa mo go lwantsheng kanamo e ntsha ya mogare. Mokhanselara wa Sebina, Rre Kemmonye Amon o ne a gwetlha batho go dirisa mananeo a puso e a ntshitseng mo go lwantsheng malwetsi, a re mananeo a tshwana la rola kepese, go tsaya diritibatsi ka tshwanelo le a mangwe a ka thusa go sireletsa le go atolosa malatsi a botshelo. Rre Amon o ne a kgala batho bao ba ba tsayang nako ba sa ikatumetse kwa go ba botsogo fa ba sa tsoga sentle, mme ba ye bolwetsi bo setse bo keketse go setse go sena thuso epe le molemo ope o o ka bo kgonang. health 6 Bojalwa bo okela banana dihawa Kgosi ya Lepashe mo kgaolong-potlana ya Tutume, a re ga a itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana bangwe ba motse oo ka ba nna fela mo dinotaging. Kgosi Mmoloki Tshabisa o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a supa fa botho jwa banana bangwe bo tsere phekelo e sele ka jaana ba tlhola fela kwa marekisetsong a bojalwa. A re dinotagi tse banana ba inaakantseng le tsone di ba tlisetsa dihawa ka jaana bangwe ba felela ba amega mo borukutlhing jwa go thujwa ga matlo le marekisetso. O tlhalositse fa bana ba dikole le bone ba inaakantse le tiriso ya bojalwa, mme a re seo se dira gore ba tlogele sekole fa ba basetsana ba ima ntswa ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. Kgosi Tshabisa o kgadile beng ba marekisetso a dinotagi ba ba tsweletseng ka go rekisetsa bana bojalwa gammogo le bagolo ba ba itisang le bana kwa marekisetsong a bojalwa. A re bojalwa ke dingwe tse di diyang banana go akanya le gone go itirela se ba ka itshetsang ka sone. O boletse gore le mororo go na le mananeo ka go farologana a maikaelelo e leng go fokotsa letlhoko la ditiro, go a swabisa e bile go ngomola pelo go bona banana ba sa supe kgatlhego mo go one. A re ke palo e e tsenang mo seatleng fela e e ikwadiseditseng mananeo, a tlatsa ka gore bangwe ba ba a tsereng, ga ba a tlhokomele ka jalo ba felela gape ba itshopere. Kgosi Tshabisa a re banana ke bone baeteledipele ba ka moso ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa matshelo a bone le gone go nna le boikarabelo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molemisi o kgala boitseme Molemisi wa kgaolo ya Maunatlala, Mme Elizabeth Mokwena, o kopile balemi go nna teng fa ba lemelwa go itsa dingongorego tse dintsi. A re balemi bangwe ba na le mokgwa wa gore e re fa ba itse gore ke letsatsi la gore ba lemelwe ba bo ba laela yo o ba lemelang gore dipeo di fa kae, mme ba lemelwe ba seyo. O ne a bua kwa Mokokwana mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele. Mme Mokwena a re seemo se, se dira gore mokgweetsi wa terekere a tseele molemi tshwetso ya gore o lema eng fa kae. A re bangwe ba ba lemetsweng ba felela ba nna le dingongorego ntswa le bone ba na le phoso e ba e dirileng ya go neeletsa beng ba diterekere. A re go botlhokwa gore e re ka nako ya fa motho a lemelwa a bo a le teng gore a bone gore a o lemelwa sentle. A re mo dinakong tse dingwe fa go lengwa, peo e kgona go sa tsweng mme ka nako ya fa motho a lemelwa a ka kgona go lemoga a bo a tsibosa yo o mo lemelang. Mme Mokwena a re mo dinakong tse dingwe go kgonagala gore e re go sena go lengwa dinonyane di bo di sala di katolola peo, ka jalo fa molemi a sena go lemelwa o tshwanelwa ke gore a ba a tlhokomela. Le fa go ntse jalo, Mme Mokwena a re go na le bakgweetsi ba diterekere bangwe ba e reng ba lema ba bo ba itshiela a bolela fa seo se sa siama ka ba felela ba sa leme sentle. O ne a ba rotloetsa go dira lekgotla la bone gore ba kgone go buisanya le gone go baakanya diphoso tsa bone. A re lekgotla leo e ka nna yone tharabololo go buisanya go bona gore ba ka dirisanya jang le beng ba masimo. BOKHUTLO society 9 Mokgatlho wa Ketapele o abela bagodi Bagodi kwa Lerala ba ne ba phophoma ka boitumelo morago ga go abelwa dimpho ke mokgatlho wa banana ba Lerala wa Ketapele Caring Organisation. Bagodi bao, ba ba neng ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano ka palo, ba ne ba abelwa dikobo, diaparo, ditlhako le tse dingwe. Fa a bua kwa letsatsing leo, mogokaganyi wa mokgatlho oo, Mme Gabapelo Arabang, o boletse fa mokgatlho wa bone o o simolotseng ka ngwaga wa 2011 e le wa banana ba ba ipopileng ba le lesome, ba ikemiseditse go tlhokomela bagodi. A re ba tlhokomela bagodi ka go ba fa lerato, go ba thusa mo ditirong tse di ba palelang le go ba direla meletlo e ba tla a tlholang le bone, ba a ja le bone dijo tsa motshegare go ba itumedisa. O boletse fa bangwe ba bagodi bao ba na le bana mme bana bao ba felela ba ya go direla kwa ditoropong, kgang e e dirang gore bagodi ba ba sale ba tlhoka yo o ka ba thusang, bogolo jang go phepafatsa bonno jwa bone, go tlhatswa le go ya kwa bookelong. A re fa ba lemoga mogolo mongwe a palelwa, ba mo fa thuso e a e tlhokang ka ba setse ba itse bagodi ba motse wa bone. Mme Arabang a re ba thusa bagodi ba lebile bokgoni jwa go itirela eseng seemo sa itsholelo ya bone. O boletse fa ba ikaelela go aga dikago tsa bagodi mo motseng wa bone go thusa bagodi, mme ba sa ntse ba le mo letsomong la setsha. A re fa e sale mokgatlho wa bone o simologa ba ntse ba tshwara meletlo ya go aba ngwaga le ngwaga; e bile a supa fa ba kgonne go aba dilwana tseo ka thuso go tswa mo dikomponeng tse di farologaneng mo lefatsheng leno. Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele o ne a lebogela boineelo jwa banana ba Ketapele Caring Organisation, a bolela fa ba tlhoka thotloetso go tswelela ba direla bagodi, a boa gape a supa fa go le sego letsogo le le abang. A re go supa fa banana ba mokgatlho o ba na le pelo ya lerato le kutlwelobotlhoko ka ba thusa bagodi botlhe ba sa lebe gore a ke batlhoki kana nnyaa. BOKHUTLO society 9 Tshwaragano e ntsha maduo Mogokgo wa sekole se se botlana sa Flowertown mo Mahalapye Mme Boipelo Fane a re tshwaragano ya batsadi le barutabana e ntsha maduo a a nametsang. Mme Fane o buile se kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se mo Mahalapye bosheng. Moletlo o o ne o tshegeditswe ka moono o o reng go fetola sekole go se dira se se dirang ka mowa wa phadisano e bile se dira dithuto tse di popota. Moletlo o o ne o rulagantswe ke komiti ya batsadi le barutabana (PTA) ya sekole mme o ne o tshologetswe ke morafe wa motse go tla go kgothatsa bana fa ba amogela dimpho. Sekole sa Flowertown ke sone se di gogang kwa pele mo kgaolong ya Mahalapye ka palo ya bana ba ba dirang sentle mo dithutong le mo go tsa bodiragatsi. Sekole se ntshitse dialogane di le masome a mabedi le bosupa mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ba ba gaisitseng ka matshwao a (A) ngwaga o o sa tswang go feta. Mme Fane yo a reng o dumela fa bonatla jo jwa bana bo tswa mo tshwaraganong e e leng teng mo botsading le mo bodireding ja sekole, o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe le bodiredi ja sekole e le go rutuntsha dialogane tse di ka phadisanang le tsa mafatshe a a kwa ntle ga la Botswana le fa go ntse jalo o ne a rotloetsa setshaba go nna le mowa wa kutlwano le popagano a re se se ka aga tshaba e e popota ya Botswana. A re bone e le bodiredi ja sekole ba itlamile go dira ka natla a tlhalosa fa dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlwana a borutelo mo sekoleng seo di ka seke di phirimise ditoro tsa bone tsa go bona gore maduo ke a ba a batlang. O ne a tlhalosa gore ba tlaa tswelela ka mokgwa wa bone wa tshwaragano go netefatsa gore maduo a a kgatlhisang a ntse a a tswa mo dithutong mo metshamekong, mminong le bodiragatsi ja bana ba sekole seo. O ne a gakolola baithuti gore ba ikgaphe mo mekgweng e e sa eletsegeng jaaka go nwa majalwa le go dirisa diritibatsi mme ba nne tlhaga ka dinako tsotlhe. Mme Fane o ile a akgolela setlhopha sa sekole sa mmino wa Setswana go gapa maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa mmino wa setso Botswana ka bophara. “Lore lo o jwa le sale metsi ke tshwanelo ya motsadi go ruta bana tse tsothle tse di siameng gore ba gole ba itse seo,” ga bua mme Fane. Mogolwane wa benkele ya Ellerines mo Mahalapye, Rre Modise Tumelo o ile a opela mafoko a ga mogokgo legofi a thlalosa fa e le nnete setshwarwa ke ntsa pedi se se thata. Rre Tumelo a re tshwaragano, ga e felele fela mo dithutong gongwe le gogwe fa batho ba ka nna le thswaragano mo go se ba se dirang maduo a mantle aka bonala. O kopile dikole tse dingwe go tsaya malebela mo sekoleng sa Flowertown. BOKHUTLO education 4 Welfare society e abela batlhoki Ba Tlokweng Welfare Society ba abetse bagogi jwa Tshwaane dimpho tse di farologaneng di akaretsa diaparo, ditlhako, dikobo, kolotsana ya ba-na-le bogole, diaparo tsa sekole, motshine o o tlholang selekanyo sa madi, dibuka le dilo tsa metshameko, gore di tle di abelwe ba ba tshwanetseng. E rile a tlhalosa ka mokgatlho oo, mongwe wa maloko, Rre Zanool Arbi, a re ke tumelo ya Muslim go thusa ba ba tlhokang ka gore go sego letsogo le le abang. O tlhalositse fa mokgatlho o o simolotse o thusa kwa Tlokweng, mme ba tla a tswelela ba thusa le ba metse e mengwe. Rre Arbi o tlhalositse fa dithuso tse ba di abang ba di bonye ka go anamisa mo dikerekeng tsa Muslim kwa Gaborone, mme di ntse di tsweletse ka go goroga. A re ba Muslim ba tlaa tswelela ba thusa banni ba Tshwaane ka dithuso tse di farologanyeng jaaka tsa bongaka. Modulasetilo wa mokgatlho oo Rre Ameen Moorad o ne a tlhalosa fa motho e le motho ka batho, a supa fa dithoto tseo di tlaa kgaoganngwa mo nakong e e tlang, a tswelela a tlhalosa fa ba abile le piano gore bana ba tle ba ithute moopelo. Rre Moraad o tlhalositse fa go ka nna molemo gore mo nakong e e tlang go nne le sethakga sa moopelo se tswa mo Tshwaane. O tlhalositse fa dimpho di tlaa kgaoganngwa ka maphata jaaka kokelwana, sekole le VDC, a bo a tlhalosa fa kereke ya Muslim e le ya mongwe le mongwe fela, a tlhalosa fa Batswana ba le bantsi ba e tsena. E ne e rile a amogela baeng, moemela kgosi Rre Palo Sengawana a tlhalosa fa ba itumelela ba bo ba amogela boora Moorad ka jaana ba godile ba ba itse. Fa a lebogela dimpho tseo Mokhanselara Beauty Bogale o ne a tlhalosa fa e le tshimologo ya tse dintle, a bo a kopa banni go rapelele baabi ba tsone gore Modimo o tswelele o ba segofatsa. society 9 Monna o utswa dikoloi ka botsipa Mapodise a Kanye ba mo letsomong la monna mongwe mo Kanye yo o sa itsiweng yo a tsentseng letsatsi ka go utswa dikoloi tsa batho ka boferefere bo botona a re oa di reka mme a bo a tsamaya a di latlha mo nageng morago gore o a ditlhatlhoba. Go ya ka mogolwane wa mapodise a borwa Senior Superintendent Ruben Mphoeng mmelaelwa o setse a utswile mo makgetlhong a marataro. O boletse fa monna yoo fa a bona koloi e rekisiwa e beilwe pampiri ya papatso, o tlabo a a re oa reka a bo a kopa go e utlwa gore e siame ke nako fa a tsamaile ka yone. O boletse fa mmelaelwa dira jalo a tsamaya a tlogela dikoloi a tsaya tse dingwe a tlogela e a tlang ka yone. O boletse fa a tsamaya a tsaya koloi a re o a di utlwa fela jalo jalo a re o batla go di reka mme a nyamele ka lenga la seloko. O boletse fa ba mo utlwaletse a tsamaya ko Otse a tsamaya ka koloi e a e utswileng mo Kanye, koloi e nngwe e bonwe fa motlhala wa kgomo fa tse dingwe a di tlogetse mo bathong mo kanye a ba akeditse a re o a di reka. Go bolelwa gape a tlhakantse le go thubetsa mo teng. O loleme le borethe thata fa a tsena o batla go reka koloi ka madi a a botoka. Mapodisi ba kopa beng ba dikoloi bogolo ba ba di rekisang go nna pudi matseba thata ka lenweenwee leo le apesitseng kanye kobo ka letshoba. Mo dikgannye tse dingwe mapodise a kanye ba tshwere monna wa mo China wa dingwaga tsedi masome mabedi le bofera bobedi(28) le mosadi wagagwe wa dingwaga tsedi masome mabedi le bosupa ka go nna mo Botswana ba feletswe ke malatsi le go rekisa ba sena setlankana sa go rekisa mo Kanye. Go boletswe fa ba ne ba dirisa marekisetso a China Jianexi, a go bolelwang ba sa bolo go a dirisa ka lobaka. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Barui ba gwetlhiwa go tswakanya itsholelo Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re maikaelelo a puso ke go tlhabolola ditlamelo kwa merakeng go nonotsha barui gore ba dire ka natla go thusa go godisa le go tswakanya itsholelo. Rre Tsogwane, o tlhalositse se bosheng kwa diphuthegong tsa kgotla kwa merakeng ya Kubi le Maditsenyane gaufi le Orapa, a re gore puso e na le maikaelelo a go tlhabolola ditsela tsa meraka le mapegelo a leruo. A re matlhabelo a Botswana Meat Commissiom (BMC), e ikaegile thata ka katlego ya barui mme go botlhokwa go dira ditlamelo tse di tlaa rotloetsang gore Batswana ba natefelelwe ke go nna kwa merakeng. Rre Tsogwane a re bogodu jwa loruo ke nngwe ya dikgang tse di tshwenyang barui mme puso e ikaelela go lwantsha seemo se a re barui le bone ba tshwaragane go lwantsha borukuthi. A re borukuthi jaaka tshenyetso setshaba, ke sengwe sa dilo tse di digang itsholelo ka gore madi a a lebaneng ditlhabololo a tsena ka ga reitse. O rotloeditse barui go loma mapodisi tsebe go lwantsha tshenyetso setshaba e e ka phutlhamisang mohama wa temo-thuo. E rile a itebaganya le BMC, Rre Tsogwane a re barui ba tswa kgakala ba rekisetsa khamphani eo dikgomo mme le fa go ntse jalo, dikgwetlho tse di bakang tiego ya dituelo le go reka dikgomo ka ditlhwotlhwa tse di sa itumediseng barui di dira gore ba goge dinao go rekisetsa BMC dikgomo. A re seemo se, se dira gore BMC e reke dipalo tse di kwa tlase tsa dikgomo. Go tlhaela ga dikgomo a re go dirile gore puso e ithole tsamaiso ya matlhabelo a Francistown le go tswalwa ga matlhabelo a Maun. Rre Tsogwane a re barui ba tswelele ka go rekisetsa BMC dikgomo a re go tsolosolosa BMC, ke mangwe a maikaelelong a ga Tautona Mokgweetsi Masisi a re go tlaa dirwa gore barui ba nne le seabe mo tsamaisong ya BMC. A re kgomo ke mokwatla wa itsholelo ya lelwapa a le mantsi, mme go botlhokwa gore moruakgomo a boelwe mo thekisong ya leruo la gagwe. Rre Tsogwane a re diphetogo tse di solofetsweng go dirwa go tokafatsa BMC di tlaa dirwa morago ga go tsaya megopolo mo setshabeng. “Re solofela gore le lekodise puso ka sepe se se le tshwenyang mo tsamaisong ya matlhabelo a BMC gore a tlhabololwe,” Rre Tsogwane a tlhalosa. A re maikaelelo a ga Tautona Masisi ke go baakanya seemo sa BMC le gore Batswana ba dire madirelo a ditswa kgomong jaaka matlalo go ntsha dithoto ka go farologana le go tlhama mebereko. Rre Tsogwane a re puso e na le lenaneo la go dira madirelo a matlalo kwa Lobatse. O supile fa Batswana ba tswa kgakala e le barua kgomo mme madirelo a mashi a saletse kwa morago. “Madirelo kana dikgwebo tsa mashi le tsone di tlhoka go godisiwa,” Mothusa Tautona a supa Rre Godisamang Mogolodi wa moraka wa Tantika o ngongoregile ka bogodu jwa leruo. “Le fa re kgona go etelwa ke dibatana, re tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu,” Rre Mogolodi a supa. Rre Ofentse Gabolathwe ene, o lebogetse maikaelelo a puso a go tokafatsa seemo sa BMC le go rotloetsa Batswana go inaakanya le dikgwebo tsa ditswa kgomong ka go farologana. O supile gore diterata tsa matlhoko a leruo tse di laolang motsamao wa loruo, di onetse mme magodu a kgona go tlodisa dikgomo motlhofo. A re go atolosiwa ga lefelo la diphologolo la Orapa go kgaotse ditsela tse di neng di dirisiwa ke barui, mme ditsela tse disha tse di dirilweng, di sa tsamaege. E rile a tsibogela matshwenyego a barui, mogolwane wa mapodisi, Senior Superintendent Sarah Gabathuse a supa fa e le boamaruri bogodu bo tshwenya. Mme Gabathuse a re go ntse go na le setlhopha sa mapodisi a a itebagantseng le bogodu jwa loruo kwa kgaolong eo, mme letsholo la bone la kgorelediwa ke go senyega ga koloi e ba neng ba e dirisa a re mme ga ba nke ba ipone tsapa go lwantsha bogodu. politics 7 Direlang dikgaolwana tsa lona Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Mahalapye le tikologo ba gakolotswe go ema ka dinao mme ba thuse puso go tlhabolola metse le dikgaolwana tsa bone. Mafoko a a builwe ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso fa a ne a buisa maloko a metse ya Mahalapye, Dovedale, Makwate, Mmaphashalala, Mookane, Pallaroad, Kudumatse le e mengwe mo Mahalapye bosheng. Mme Tshireletso a re e le dikomiti tsa ditlhabololo ba tshwanetse go ema ka dinao mme le bone ba kopa dithuso mo dikomponeng kgotsa mafatshe a mangwe go thusa khansele le puso go tlhabolola metse le dikgaolwana tsa bone. A re fela jaaka baemedi ba dikgaolwana le metse ya bone ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go bona gore le bone ba nna le seabe mo ditlhabololong tsa metse ya bone. O ne a ba gakolola gore ke baemedi ba tlhwatlhwa mme ka jalo ba tshwanetse gape ba kopanya merafe ya bone le boeteledipele mme ba dirisanya sentle. A re go mo maruding a dikomiti go ema ka dinao go bona gore morafe o dirisanya le badirela puso, bagogi ba motse, dikole, kokelwana le tse dingwe gore go nne le therisanyo le kutlwano ya botlhe. Mme Tshireletso a re therisanyo ke selo sa botlhokwa fela thata mo morafeng mme e le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba tshwanetse ba kopanya banni ba ka go rerisana le bone. O ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse go dirisanya thata le badirelapuso ba ba mo metseng ya bone bogolo jang thata bommaboipelego ka e bile ke bone ba e reng ka dinako tsa ditlhopho ba bo ba ba eme nokeng go bona gore ditlhopho tsa bone di tsamaya sentle. Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a ba kopa go fedisa mokgwa wa gore maloko mangwe a tsenela mo dikomiting go duelwa fela. A re se, se ba senya leina fela thata ka e bile maloko a go nna jalo a tsena diphuthego fela tse go duelwang fa e se tse go sa duelweng ga ba tsene. A re fa dikgosi di eme dikomiti tse nokeng ba ka kgona go bua le morafe go rotloetsa dikomiti tse, a tlatsa ka gore morafe ga o sa tlhole o ema dikomiti tse nokeng. O ne a tlhalosa gore fa dikgosi di eme dikomiti tse nokeng b a ka kgona le go gogela morafe kwa kgotleng fa maloko a bitsa diphuthego ka bone ba a ba tlotla. Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng le itebagantse le dikomiti tsa ditlhabolo tsa metse Rre Eliel Motshegwe o ne a gakolola maloko go itsaya tsia mme ba itse gore ba tshwanetse go dira eng ba seka ba dira eng. Rre Motshegwe o ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse gore ba fe morafe pego nako le nako morago ga dikgwedi tse tharo ka jalo morafe le one o ba fe dikgakololo fa go tshwanetseng teng. Rre Motshegwe o ne a tlhalosa fa gantsi dikomiti tse ba lela ka go tlhoka go duelwa ga matlo a bone ke badirelapuso. O ne a ba gakolola gore ba tshwanetse go saenisa motho mokwalo o o mo tlamang gore o ya go duela jang pele a ka tsena mo ntlong. society 9 Salakae o lekola banana Mopalamente Noah Salakae wa Ghanzi Bokone o ne a na le bokopano le banana ba kgaolo ya gagwe ka mafelo a beke go utlwa matshwenyego a bone. Mopalamente Salakae a re maikaelelo a bokopano joo ke go fa banana lesedi la gore kgaolo ya bone e ka tlhabologe jang. Mme e rile ba mo kgwa dikgaba, ba mo lebogela go bo a tsere nako ya gagwe go tla go kopana le bone mme a reetsa dilelo tsa bone. Banana ba ne ba gatella thata ka letlhoko la ditiro mo toropong ya bone ya Ghanzi, mme ba re le fa ntswa go na le mananeo a puso e a beileng pele, banana ga ba kgone go tsena thata mo go one ka jaana a sa atolose ditirelo tse di bapileng le mananeo ao (service sectors). Nngwe ya mananeo a neng ba supa fa a tlhokana le gore a atolosiwe ditirelo ke lenaneo le le fiwang banana la balemi barui (Young Farmers Fund). Ba gakolotse Moplamanete gore lenaneo le le tlhokana le gore le seka la remelela thata fela mo go feng banana dikgomo; ba kaa fa ese monana mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni jwa go tlhokomela dikgomo mme a ntsha maduo a nametsang. Ba boletse fa ese mongwe le mongwe wa banana yo eletsang go rua dikgomo; mme ba tlhalosa gore e ntse ele mo mohameng wa tsa thuo kana temo thuo, bone ele banana ba na le dikeletso tsa go tsamaisa diselaga kana matlhabelo, le nngwe le nngwe tirelo e bonwang mo mohameng wa tsa temo thuo. Mme ka jalo ba kopile gore ba sekegelwe tsebe le bone ba thusiwe ka mananeo le madi gore ba kgone ba nne le dikgwebo tse di tla thusang go godisa temo thuo mo lefatsheng la Botswana e bile a bo a tiisa one mananeo a leng teng a temo thuo. Mo go tse dingwe ba ne ba ngongoregela tsamaiso e leng teng mo bodireding jwa khansele ya Ghanzi. Ba tlhalositse fa tsamaiso ele e sokameng ebile e baa ka fa mosing bao ba senang masika le boeteledipele jwa khansele ya Ghanzi. Ba ikuetse mo mopalamenteng gore fa ele tsamaio ya dikabo tsa ditiro yone ke e ngomolang pelo, ba re ntswa ba na le dikgwebo tse di tsamisang ditirelo tseo, ga go nko e tswang lemina ka jaana ba senke ba bona ditiro mme go na le ba eleng gore ba di bona ka metlha yotlhe. Ntsba ne ba ngongoregela tsamaiso ka bontsi, ba kgadile gape ba sa kgwe mathe ka boitsholo jwa banana ba Ghanzi jo ba reng bo ba paledisa go itshetsa ka mananeo a leng teng. Rre Tony Sebabi o ne a kgala thata banana a re ba ineetse nnotagi le maitiso fela mme ga ba tsenelle diphuthego tse di bidiwang gore ba itseele ka tsebe tse ba di tsisediwang ke puso le bagolwane Sebabi o ne a kopa mopalamente gape gore puso e ba gopole ka lebala la metshameko, a re kgaolo ya Ghanzi e na le talente e ntsi thata bogolo jang mo go tsa mabelo. A re keletso ya bone ke go bona talente ya bana e godiiswa go feta kwa dikolong jaaka go ntse. Mme Mopalamente Salakae o ne a ba gakolola go tsaa tshwetso le karolo mo matshelong a bone gore ba kgone go fitlhella ditoro tsa bone mo botshelong. Salakae o ba solofeditse gore o tla lebelela dingongorego tsa bone mme a di atlhe atlhe le ba ba lebaneng. politics 7 Lenaneo le lebanwe ke kgwetlho Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi a re o tshwentswe ke kgogakgogano ya ba ba tsayang karolo mo lenaneong la Ipelegeng. O buile jalo mo bokopanong jo bo neng bo tseneletswe ke batsamaisi ba lenaneo ga mmogo le banni ba motse bosheng. Mokhanselara Mokgethi a re matshwenyego a a tlhagogang ka lenaneo la Ipelegeng a a ba tlhorontsha e le bogogi, ka batho ba ba thapilweng ba sa tsee tiro ka tlhoafalo. A re ba ba dirang mo namola leuba, ba dira phoso e tona ka ba baya tsotlhe mo pusong le mo bogoging. A re go makgetho a le mantsi boeteledipele jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ba itela mo bogoging mabapi le tlhakatlhakano le go tsewa motlhofo ga lenaneo la Ipelegeng. Go sale foo, Mme Pelonomi Masikara, motshwara madi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, o ne a re Ipelegeng ke lenaneo le le thusang Batswana go itlhotlhora lehuma le go ipelega, ba itirela ba dirisa dikakanyo, diatla tsa bone le popagano. Mme Masikara a re mme jaanong batho ba dirile Ipelegeng moepo wa madi mme go sena maduo. A re o buisiwa seo ke gore batho ba kopa tiro, mme morago ba seke ba iponatse fa ba direlang teng. A re jaaka Tutume a sa tswa go nna le lesego la go thusiwa ka lenaneo la Economic Stimulus Programme, ditlhabololo di dintsi mo motseng, mme seo se raya gore jaanong go tlhokega gore go dirwe ka natla go kgabisa motse, gore e re ditlhabololo di ya go wela motse o bo o kgatlha. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Otsile Ketshotseng o ne a re letsema le thata ka mong wa lone. A re banni ba nne le keletso ya go thusa mo motseng. Kgosi a re o kopa gape gore botsadi bo tlhokomele bana, a re jaaka go baakanngwa jaana go na le fa go epilweng teng, mme o gakolola thata gore bana ba bewe leitlho gore ba seka ba ya go gobala kgotsa ba kopana le botlhole bope jwa metswako e e dirisiwang. O tlhalosa gore fa go nnang le kgogakgogano teng, go tshwanela gore go nne le motsereganyi go tswa mo bogoging. BOKHUTLO politics 7 Baimana ba rotloediwa go ikwadisa Mothusa Tona wa Botsogo, Dr Gloria Somolekae o rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go ikwadisa mo dikokelong. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Malatswai bosheng, Dr Somolekae a re, go botlhokwa gore bomme ba ba itsholofetseng ba ikwadise mo dikokelong gore fa go tlhokafala gore ba tsenngwe mo lenaneong la go thibela mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng, go dirwe ka nako A re, bomme ba ba ikwadisitseng ba dirwa ditlhatlhobo tsa bolwetse joo, mme fa go fitlhelwa bo le teng, ba tsenngwa mo lenaneong la go thibela ga mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng. A re mo mafatsheng a borwa jwa Aferika, Botswana ke lengwe la mafatshe a a atlegileng thata mo lenaneong la go thibela mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng ka gore Batswana ba ne ba reetsa fa gotwe ere motho a itsholofela, a bone ba bongaka go tlhatlhobelwa mogare. Le fa go ntse jalo, a re go ya ka ditekodiso go tswa mo go ba botsogo ka motse wa Malwatsai, di supa fa go santse go nale batho ba le mokawana ba ba diegang go ya go ikwadisa fa ba imile, fa ba bangwe ba felela ba belegela mo malwapeng. A re, ga ba rotloetse pelegi ya mo malwapeng ka e sa babalesega , a tlatsa ka gore metlha ga se ya maloba, ka jalo go belegisa go tshwanetswe ya dirwa ke batho ba ba rutetsweng tiro eo. Mothusa tona wa botsogo o tlhaloseditse banni gore, “malatsi a go diphatsa go belegela mo lwapeng, motho yo o belegesiwang mo lwapeng a na le mogare o baya yo a mmelegisang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare oo.” Dr Somolekae a re, fa ngwana a sena go tsholwa , o tshwanetse go kalwa a bo a kentiwa mekento yotlhe e e tshwanetseng .A re, mengwe ya mekento e, e thibela gore ngwana a seka a nna le bogole fa a gola ,a supa fa malwetse a tshwana le go swa mhama, a dirwa ke go tlhoka go kentelwa . O ne gape a rotloetsa setshaba go iphapha mo malwetseng a tshwana le sukiri le madi a matona ka a le diphatsa e bile a kgona go baka bolwetse jwa diphilo. “Fa a go tsene, ga oa tshwanela go a tsaya motlhofo, o tshwanetse wa a neneketsa ka go itlhokomela jaaka go ja sentle o iphapha mo dijong tse di mafura a mantsi gammogo le letswai le le ntsi,” mothusa-tona a tlhalosa, a tlatsa ka gore, batho ba tshwanetse go itshidila mmele . O ne gape a rotloetsa batho ba malwetse a, go nwa dipilisi ka fa ba botsogo ba ba kaetseng ka teng, a bo a gakolola batho ba bolwetse jwa kgotlholo e tona le ba mogare wa HIV/AIDS go emisa mokgwa wa go tlogela kalafi mo tseleng . O tlhalositse gore fa molwetsi a tlogela dipilisi mo tseleng. bolwetse bo a tsatsarala. Bokhutlo health 6 Tsela e tlaa dirwa - Autlwetse Mopalamente wa Serowe Bokone, ebile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse o tlhaloseditse banni ba Moreomabele le Serule gore tsela e e tshwaraganyang Serule, Moreomabele, Topisi, Tshimoyapula le Mabeleapudi e gaufi le go simologa, ka e setse e neetswe kontaraka e e supileng fa e setse e le mo thulaganyong ya go sekaseka fa e ka agang kampa teng. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Autlwetse o ne a supa fa konteraka ya Unik Construction e le yone e e abetsweng tiro ya go dira tsela mme ba supile fa ba tlaa thapa badiri ba feta lekgolo. Rre Autlwetse o ne a supa fa a ne a kopana le rakonteraka go mo kopa gore a leke ka gotlhe gore batho ba metse e e amegang ba nne bangwe ba ba thapiwang mo tirong gore le bone ba kgone go oba letsogo. Rre Autlwetse o ne gape a supa fa a ne a kopa ba konteraka gore fa go na le ditiro tse ba batlang di dirwa ke dikompone tse dingwe ba sekaseke dikompone tsa metse e e amegang. Le fa go ntse jalo, Rre Autlwetse o ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go bona tiro gore ba dire ka thata gore tiro e se ka ya ba tswa diatleng ka lebaka la go nwa bojalwa phetelela. Rre Autlwetse o ne a supa fa kago ya tsela e tlaa nna le ditlamorago tse bangwe ba ka sekang ba di itumelela jaaka go tsaya lefelo la mafudiso a leruo. O ne gape a supa fa bangwe ba dikgwebo tse dipotlana le bone ba tlaa bona se ba se isang kwa maleng ka go hirisa matlo ka nako e tsela e tlaabong e dirwa. Rre Autlwetse o ne a supa fa letlhoko la ditiro mo bananeng le amile lefatshe la Botswana ka bophara, mme a kopa banana go inaakanya le mhama wa temo-thuo ka e le one o o supang o na le mmaraka e bile o le bogadi bo gaufi. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Serule, Rre Lefetsakgang Mokhondo o ne a lebogela kago ya borogo jwa Motse Wa Thubega jo bo setseng bo fedile, matlo a batlhoki a le matlhano le one a fedile e bile ba solofetse ntlo e nngwe e e tlaa bong e agwa ke ba Choppies mo nakong e e seng kgakala. Kgosi ya Moreomabele, Kgosi Kgololo Motshwaedi o ne a supa fa le bone ba lebogela loobo le le setseng le le mo tirisong le le agilweng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi. Kgosi Motshwaedi o ne a supa fa banni ba Moreomabele ba na le tsholofelo e ntsi ya gore motse wa bone o tlaa tswelela o bona ditlhabololo fa lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi le ka tswelela. Mo go tse dingwe, Rre Aultwetse o ne a kopa banana ba Serule le Moreomabele go fokotsa tiriso ya nnotagi mme ba itebaganye le go tokafatsa matshelo a bone ka go batla maano a ba ka itshetsang ka one. BOKHUTLO politics 7 Makhanselara a leboga modulasetilo Makhanselara a kgaolo ya Palapye a lebogetse tirisano mmogo le modulasetilo wa bone, Rre Onneetse Ramogapi Fa ba akgela mo puisanong ya modulasetilo bosheng, makhanselara ka bongwe ka bongwe ba lebogetse Rre Ramogapi go goga khansele ya Palapye mo lebakeng la dingwaga tse tlhano go sena dintwa. Mothusa modulasetilo, Rre Montshisi Thabeng o lebogetse tirisano mmogo e a bolelang e ba kgontshitse go goga khansele ya Palapye. Le fa go ntse jalo a re kgaolo ya Palapye e e akaretsang metse e masome mabedi le bosupa e santse e na le kgwetlho ya tlhaelo ya metsi ka jalo a gwetlha makhanselara a a tla tsenang morago ga ditlhopho go rarabolole seemo seo gore kgaolo e akole ditirelo tsa metsi fela jaaka metse e mengwe Mokhanselara wa Serorome, Rre Tshokodiso Raboloko a re o leboga puso ka go tsisa ditlhabololo mo Palapye. O tsweletse a re ntswa lefatshe leno le ne le amilwe ke kwelotlase ya itsholelo, motse wa Palapye o kgonne go akola ditlhabololo di tshwana le lefelo le le fetlhang motlakase la Morupule B le univesithi ya maranyane le tse dingwe. Le fa go ntse jalo, o boletse fa a le sebete se molangwana ka madirelo a digalase a a mo Palapye, a re ba Botswana Development Corporation ba tshwanetse go tla ka tharabololo gore kago ya madirelo ao e wele Batswana ba kgone go bona ditiro Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Mogapi, Rre Joseph Dintwa o lebogetse matlo a a agetsweng malwapa a a neng a amiwa ke dibetso tsa tlholego morago ga dipula tse di neng tsa gosomana ngogola. Mokhanselara wa Diloro/Kgagodi, Mme Florah Emmanuel a re o lebogetse lenaneo la nyeletso lehuma, mme a kopa gore go tlhabololwe ka fa lenaneo la dihutshane le tsamaisiwang ka teng gonne o boletse fa mo kgaolong ya gagwe le sa tsamaisiwe sentle. Mo godimo ga se, a re sekole se se botlana sa Diloro ga se ise se gokelelwe metsi a a bothitho ntswa go rekilwe didirisiwa tse di tlhokegang, jalo o kopile gore ba lephata la dikago ba dire tiro eo ka bofefo gore di dirisiwa tsa go nna jalo di seka tsa senyega di ise di dirisiwe mme puso e senyegetswe ke madi. Mokhanselara wa Lecheng/Malaka, Rre Charles Mabjweng o lebogetse kgokelo ya motlakase kwa motseng wa Malaka mme a kopa khansele go baakanya tsela ya Malaka/Moremi ga mmogo le go dira motshelakgabo gore batho ba kgone go tshela noka ka nako tsa dipula. Rre Dithapelo Tshotlego yo eleng mokhanselara yo o itlhophetsweng, ene o boletse fa motse wa Palapye o godile ka jalo khansele e tshwanelwa ke go itsamaisetsa ditiro tsa yone. A re go botlhokwa gore Palapye e nne le mesele ya kgopo ya metsi gonne nako ya dipula motse oo ga o tsamaege. Rre Kabo Ketshogile wa Lerala ene o lebogetse mananeo a puso jaaka Tirelo Setshaba le nyeletso lehuma gammogo le thulaganyo ya go baakanya tsela ya Sefhophe/Martinsdrift, e a reng ga e mo seemong se se eletsegang. BOKHUTLO politics 7 Barui ba ditonki ba batla tlhwatlhwa e okediwa Barui ba ditonki ba kopile puso go ba okeletsa tlhwatlhwa ya thekiso ya tonki ba kaya gore se ke sone se ka dirang gore tonki e tsewe ka tlhoafalo fela jaaka leruo le lengwe le tshwana kgomo. Barui ba buile jaana mo thutopuisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Molepolole go rutuntsha barui ba ditonki le ba ba gwebang ka thekiso ya tsone ka Labobedi. Dibui ka go farologana ba supile botlhokwa jwa tonki le tiriso ya di-tswa tonking tse di farologaneng tse di dirang seruiwa se botlhokwa le go feta le fa ntswa phologolo e, go tswa goo lowe e sa tsewe ka tlhoafalo ebile e sotlakwa ke bao ba e ruileng. E rile fa a bua, ko bokopanong joo, mothusa mokwaledi mo lephateng la temo thuo, Dr John Moreki are di thuto seka dipuisanyo tse dikgwetlhilweng ke gore e ne yare puso e sena go lemoga tiragalo e e tsitsibanyang mmele e e diragaletseng ko toropong ya Francistown. A re go ne ga fitlhelwa mogwebi mongwe a tlhatlhetse ditonki di le makgolo matlhano mo setsheng sengwe a ditshwere makgwakgwa. Ditonki tse go fitlhetswe di bolailwe bosetlhogo go tsewa matlalo a tsone go ya go rekisiwa fa tse dingwe di ne di swa ka lebaka la tlala le lenyora. Se Dr Moreki are se ne sa gwetlha puso gore e tsibogele seemo ka go fitlhetswe di ne di bolaiwa bosetlhogo jalo go rekisa matlalo a tsone a go utlwalegang a rekwa ka ditlhwatlhwa tse di ko godimo thata ko mafatsheng a Asia go dira melemo. Se se bakile puso go nama e emisitse thekiso ya tonki gotlhelele ntleng fela fa motho a ka e bolaela go ja le ba lelwapa la gaabo. O tsweletse ka gore, kgwebo e, go ne ga lemosega fa jaanong thekiso ya tonki e ne e dirwa thata ebile e rotloetsa bogodu jwa tsone mo go neng go ka baka go nyelela ga seruiwa se mo dikokomane di neng di ka sefitlhele sepe mo isagong. Mo bogompienong, Dr Moreki are puso ga e ise e ntshe taelo ya go bulela theko go fitlhelela nako e e tla bolelwang go leka go oketsa tsadiso ya tsone. Le fa go ntse jalo, barui ba buile maikutlo a a farologaneng. Barui ba ditonki ba lebogetse dithuto fela thata. Ba bile ba gatelela gore puso e gagamaletse bao ba ba kgokgontshang ditonki le ba ba di utswang. Bagwebi ba tonki le bone ba kaile matshwenyego a bone ka jaana dikgwebo tsa bone ditswetswe. Mongwe wa bagwebi bao jaaka rre Thebeyame Molefhe o gateletse gore a molao o diragadiwe mo bathong ba ba tlolang molao. A re go le gantsi tonki ga e tshwaiwe sentle. O buile gape gore go nne le selanyo sa sekale sa thekiso ya tonki gore bareki le barekisi ba rotloetsane. Rre Molefhe gape ere ntswa go builwe ka botlhokwa jwa tonki le gore e bogadi bogaufi, o kopile puso go bua le makalana a kadimiso ya madi gore le bone ba bone botlhokwa jo ka jaana ene erile fa a simolola go rekisa nama ya tonki go ne go sena banka epe kgotsa lekalana lepe la tsa madi tse di mothusitseng ka jaana ba ne ba sa akanye fa tonki e ka nna le mosola. O kopile gape gore banana ba adimiwe madi ba fiwe dipolasi ba rue ditonki ba tsene mo kgwebong e go bolelwang e na le letseno le le kalokalo. Rre Selalelo Mpotokwane go tswa ko lekalaneng la dipatlisiso tsa dijo, le ene o iteetse kobo moroko ka botlhokwa jwa di tswa tonking segolobogolo tse di jewang. A re go jewa ga tonki go tumile thata ko mafatsheng a Bophirima mme bosheng, go jewa ga ditswa tonking go setse go atla mo fatsheng leno. Ka jalo o rotloeditse gore beng gae le bone ba tsene mo kgwebong e ka nama ya tonki le mashi a teng go bolelwa di dira dijo ka mefutafuta. O file sekai are nama ya tonki e ka dira dinama ka mefuta di tshwana dipolone disalami digwapa, le mokungwana mo go tse dingwe. Mashi le one o kaile fa a ka remisiwa a dira di cheese, mashi a boupi, dichokolete le dino tsididi le go ka dirisiwa e le metswako mo dijong tsotlhe tsa menate tse motho a ka di akanyang. Ends economy_business_and_finance 3 Botlhokatsebe bo busetsa sekole kwa morago Botlhokatsebe jwa bana ba sekole se segolwane sa Maiteko kwa Mabutsane bo tshwentse mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile Rre Ntlhaile o kaile fa go tlhoka botho, go tlhoka tsebe, go ngwega kwa sekolong mo go dirwang ke baithuti, go sa siamela bokamoso jwa baithuti ka jaana go tsile go ba senyetsa bokamoso. O buile fa go tlhoka botho go dira gore sekole se seka sa dira sentle fa maduo a ditlhatlhobo a tswa. A re go ngomola pelo thata gore e re puso e phuthulotse letsogo mo go feng thuto mahala e bo baithuti bone ba sa sekegele tsebe barutabana le gone go dirisa sebaka eo. Rre Ntlhaile o kgothaditse batsadi go ema ka dinao go kgalema bana ba bone le gone go thusa barutabana mokgweleo wa go ruta. O gateletse fa thuto e le bolhokwa thata mo botshelong jwa gompieno ka jaana sengwe le sengwe se tlhokana le gore motho a bo a na le kitso e e rileng gore a gatele pele. O kaile gore fa batsadi ba ka ititaya sehuba go tshwaraganeleng thuto ya bana le barutabana motse wa Mabutsane o ka alosa baithuti ba ba ka tsogang ba gatetse pele mo lefatsheng ka tsa maranyane le dipalo go tlhabolola motse wa bone. Mo go tse dingwe, Rre Ntlhaile o boleletse banni gore kokelwana ya bone e tlaa okediwa mo lenaneong la ditlhabololo tsa lefatshe la lesome le bongwe. BOKHUTLO education 4 Dipilisi, melemo ya setso ga di kopane Dr Babe Gaelebale go tswa kokelong ya Marina o rotloeditse batlhokomedi ba balwetse ba ba kwa malwapeng go se kopakopanye dipilisi le melemo ya Setswana. Fa a bua kwa thuto puisanyong ya batlhokomedi ka Mosupologo, Dr Gaelebale o tlhalositse fa balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng ba neelwa molemo kana dipilisi tsa Morphine go fokotsa ditlhabi. A re Morphine o bogale mme fa o tlhakanngwa le melemo ya Setswana o golafatsa diphilo. O ne gape a ba rotloetsa go se tshasa dintho melemo ya Setswana kana epe fela kwa ntle ya e molwetse a e filweng ke ba bongaka. “Batho ba na le ditumelo tse di sa tshwaneng, fa o le motlhokomedi o tshwanetse wa tlotla tumelo ya molwetse wa gago mme o seka wa dira sepe se se tlaa gotlhagotlhanang le kalafi e a e filweng ke ba botsogo. Dikgwetlho tsa go oka di teng mme a re nneng dipelo ditelele rona baoki, re nne ka tsholofelo ya gore nako nngwe molwetse o tla a fola. Gore a fole o tshwanetse go tsaya melemo ka fa go tshwanetseng,” ga tshwaela Dr Gaelebale. O tlhalositse fa dikai tsa go dirisa Morphine phetelela di akaretsa go bipelwa, go baba ga mmele le go sa tlhapologe sentle ka jalo a rotloetsa batlhokomedi go o dirisa jaaka ba laetswe ke ba botsogo. A re batlhokomedi bangwe bakgona go lobela balwetse ba bone gore ba lwala eng, ba re ga ba batle go ba utlwisa botlhoko mme a tlhalosa fa go dira jalo go sa siama ka molwetse mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go itse gore o lwala bolwetse jwa mofuta mang. “Re a itse nako nngwe go nna thata go bua mme a re boneng gore re ka ba bolelela ka tsela e e ntseng jang.” Dr Gaelebale a re ditlhabi di dira gore molwetse a seka a iketla mo mmeleng le mo tlhaloganyong ka jalo go botlhokwa go nna pelo telele le go ba tsibogela nako le nako fa ba tlhoka thuso. A re malwetse mangwe a kgona go tseela motho tlhaloganyo fa mangwe a kgona go dira go fetola maikutlo a molwetse, a tenega tenega fela le fa go sa re sepe. O buile gore motlhokomedi o tshwanetse go ithuta molwetse wa gagwe ka nako tsotlhe, a kgone go farologane fa a itumetse kana a ngadile ebile a itse gore o ka mo dira jang gore a siame. O ne gape a t ba kgothatsa go nna ba a fa balwetse dijo tse di siametseng mmele ka nako tsotlhe, a re go ja nama thata go ka baka kankere ya mala. Fa a tswa la gagwe Dr Penny Mokuruetsa go tswa kwa lephateng la Botsogo le Boitekanelo o gwetlhile batlhokomedi go tia moko ka nako tsotlhe gonne batho bangwe ga ba lemoge tiro ya bone le mororo ba dira tiro e e masisi. “Go tsena mo ntlong ya bookelo ga se dinyana. Ke go tsena mo ntlong e e boitshepho ka jalo go batla motho a ikitaya sehuba gore go le botlhoko go le monate o tla nna fa tlase ga molwetse wa gagwe. Go batla motho a tsepame mo Modimong ebile gape a na le tumelo ya gore nako nngwe molwetse wa gagwe o tla a fola. Batho ga ba tlhaloganye tiro ya go oka, le seka la itlhoboga, ka jalo tshwarang fela jalo rona ba botsogo re le eme nokeng” a tshwaela. Fa a ntsha lefoko la kgothatso Moruti Thabiso Segatlha wa lekgotla la baruti kwa Ramotswa a re batlhokomedi ke batho ba tumelo, ba direla sengwe le sengwe mo tumelong ya gore nako nngwe Modimo o tla a ba ntsha mo mathateng a ba leng mo go one. A re le fa ba lapile Modimo o rile o tla a ba fa nonofo le maatla, a tlhalosa fa lefoko la Modimo le bua gore sengwe le sengwe se se molemo ke kobamelo ya Modimo, mme mongwe le mongwe yo o dirang tse di molemo go obela Modimo o tla a segofadiwa. health 6 Tshwaragano konokono - Tautona Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re go botlhokwa go tshwaraganela mosepele wa go aga Botswana yo mosha. Ka jalo, Dr Masisi a re o tlaa tswelela a rera le baemedi ba makgotla a babereki gore ba kgone go tlhaloganya kwa a eletsang go iwa teng. O buile jalo ka Labotlhano Phatwe 30 kwa Palapye kwa bokopanong jwa lekgotla la BOSETU le le okametseng makgotla a barutabana. Tautona Dr Masisi o ne tsibogela mafoko a moeteledipele wa BOSETU, Rre Winston Radikolo a gore lekgotla la barutabana ga le a itumelela tshwetso ya mohiri mabapi le dipuisanyo tse di amang mabaka a pereko le dituelo. Tautona Dr Masisi o arabile ka go re, ‘ke le utlwile. Le maabane ke boleletse baoki gore ke ba utlwile. Mme ke ne ke simolotse mokgwa wa gore kwa bothokong, mo go sa laolweng ke molao, ke nne ke kopana le boeteledipele jwa makgotla a babereki, re ngunanguna kwa thoko. Ke a ba batla, re tlaa bona nako ya go kopana, re buisana ka go re re ya kae. Go botlhokwa go nna re kopana re ngunanguna,” ga tlhalosa Tautona Dr Masisi. Dr Masisi a re mohiri le boemedi jwa makgotla a babereki ba tlaa tswelela ba buisana ka maikaelelo a go tokafatsa mabaka a pereko le dituelo. Le fa go ntse jalo, Dr Masisi a re go botlhokwa go tlhaloganya gore sepe se se tlaa dirwang, se tlaa laolwa ke seemo sa itsholelo. O supile gore e tlaa bo e se boamaruri go tsaya tshwetso e e ka koafatsang itsholelo le go feta. Mo puong ya gagwe, Rre Radikolo o supile gore o tlaa bo a sa dira boammaruri fa a sa tlhalose gore mo boemong jwa barutabana, ga ba a itumedisiwa ke tshwetso e e tserweng bosheng mabapi le go tokafatsa mabaka a pereko. Rre Radikolo a re tshwetso e e tserweng e phutlhamisitse ditsholofelo tsa barutabana. “Re ne re na le tsholofelo e ntsi fela thata. Ka letsatsi la babereki o ne wa re solofetsa gore re tlaa bona tshwanelo eo. Re itela mo go wena rraetsho, re re fa e le gore ke pelo busa pelo o re akanyetse. Go botlhokwa go lemoga gore re kokonelwa ke seemo sa itsholelo gabedi, mo tirong le kwa malwapeng. Re ikuela kwa go wena, go sekaseka tshwetso e e tserweng ke mohiri ya go re tima ‘ntshuteletsa’. Kana rona re ne re sa batle ntlole, re ne re kopa go sutelediwa fa go leng botokanyana, ka kitso le kutlwisiso ya gore itsholelo e ka babalelwa. Fa go na le selo se se tlopelesegileng mo barutabaneng ke kutlwisiso. Ka jalo re ne re re rraarona, busa pelo o re akanyetse, re santse re na le tsholofelo e ntsi mo go wena,” ga tlhalosa Rre Radikolo. Rre Radikolo o supile gape gore lekgotla la BOSETU le tshwenngwa ke dikgang tse di tsweletseng ka go amana mo dikgannyeng di bua ka dipenshene tsa babereki. O tlhalositse gore dikgang tseo di supa fa madi a penshene a sa sireletsega, ka jalo a re o ipotsa gore a babereki ba tlaa roba sengwe motsing ba tlogelang tiro. politics 7 Go kopanngwa ga Suping le Molepolole go beile banni ka fa mosing Banni ba Suping ba ikuetse kwa lekgotleng la kabo ditsha le le botlana la Molepolole kgatlhanong le gore motse wa bone e nne bontlha bongwe jwa Molepolole. Banni ba supile dingongora ka mokwalo o ba neng ba o kwaletse lephata la kabo ditsha. Kgang e e tlhagile mo phuthegong ya lephata la kabo ditsha le morafe kwa Suping bosheng. Dintlha kgolo tsa dingongora tse ya nna gore go nna bontlha bongwe jwa Molepolole go beile banni ba Suping ka fa mosing e bile ba ipotsa gore tshwetso eo e tserwe ka mabaka a fe ka go sa nna le morero o o nitameng. Banni ba nankontse dintlha di le mmalwa tse mo go tsone ba batlang dikarabo go tswa kwa lekgotleng la kabo ditsha. Kgang kgolo e ba e ngongoregetseng ke go tlhoka go rerisiwa fa go tsewa ditshwetso tse di amang motse wa bone. Ba ngongoregetse gape gore ga ba bewe ditsha e bile ba ipotsa gore ke eng go twe ke bomaipaafela mme ba tsaletswe kwa Suping. Ntlha e nngwe e e sa ba jeseng di welang ke go re ba tseetswe masimo mme go bo go bewa masimo a mangwe. Banni ba bile ba kopa gore ba bolelelwe gore ke eng ditsha tse di leng teng di sena dinomoro ntswa go twe ke bontlha bongwe jwa Molepolole, ba tlatsa ka go re ba fiwe moalo o o supang mekono ya motse wa bone. Mo dilong tse tsotlhe, banni ba re go kopanngwa ga motse wa bone le Molepolole go ya go dira gore Molepololele a o metse. Ba re diphetogo tse di utlwisa botlhoko ka lebaka la gore go thata go ntsha motho fa a goletseng teng e bile go botlhokwa gore motho a akole bothito jwa fa a goletseng teng ka e bile e le sone se se mo kayang gore ke mang, o tswa kae ga mmogo le letso la gagwe. Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Edison Mphuthe o boleletse banni ba Suping gore ke boammaaruri e ne ya re ka Motsheganong ba amogela mokwalo o o neng o supa boikuelo go tswa kwa morafeng wa Suping mabapi le tse di amang lefatshe mo motseng wa bone. O tlhalositse fa ba lerile dikarabo tsa boikuelo joo kwa morafeng wa Suping. Sa ntlha, Rre Phuthe o tlhalositse gore e ne ya re ka 2013, puso ya tsaya tshwetso ya go re metsana mengwe e lemogwe e be e dirwa gore e tsee ditlamelo kwa metseng e e gaufi le yone kgotsa fa go kgonagala di tsisiwe kwa mafelong ao. A re metsana e ka tshwara lesome le bone e ne ya lemogwa ka one mabaka ao. O tlhalositse gore ka Suping a le gaufi le Molepolole, go tserwe tshwetso ke puso gore a diriwe bontlha bongwe jwa Molepolole. A re lekgotla la kabo ditsha le rerisantse le morafe go potiela gore go na le eng mo motseng. A re go ne ga tshwantshiwa dijarata tse di neng di le teng ka nako eo gore di fiwe ditlankana mme go direlwa fela ba e rileng go dirwa mealo ba bo ba le teng. Rre Mphuthe a re sebe sa phiri ke go re go ipaya go nnile teng morago ga go re lekgotla le supe gore ke bomang ba ba tshwanetsweng go ka fiwa ditlankana. Modulasetilo o gateletse thata gore tshwetso ya gore Suping e nne bontlhabongwe jwa Molepolole ke ka lebaka la gore go tshwanetse ga nna le ditogamaano tsa gore ditlamelo di tsisiwa jang e bile go nne motlhofo gore ba tsee ditlamelo kwa Molepolole. Ntlha e nngwe e Rre Mphuthe a e tlhalositseng ke gore fa go dirwa ditshekatsheko ka lefatshe la Suping, go fitlhetswe e le gore mebu ya koo e humile dikotla e bile e siametse temo, ke ka moo puso e tsereng tshwetso ya gore lefatshe la Suping le tlaa nna lefatshe la temo e bile ga go na go bewa ditsha tsa bonno. O kaile gape gore mo nakong ya gompieno ga go ise go bewe dinomoro mo dijarateng tse di tlhomamisitsweng ka gore ga go ise go potielwe ditsha tseo. Fa ba akgwa modulasetilo dikgaba, banni ba Suping ba ganne gotlhelele se se buiwang ke lephata la kabo ditsha ba kaya gore se ba se buang ga se boammaaruri. Ba re ba fetogetse ditumalano e bile ba ba ananyeditse mmutla ka katse. Rre Moreri Montshiwa, yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse a re mafoko a a tlang ka lephata la kabo ditsha ga a na boammaaruri. A re ga go na morero e bile ba dumela gore ba a dirisiwa morago go bo go twe ba dumetse. O gateletse botlhokwa jwa morero mo morafeng. Mme Kaone Gaopatwe o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Montshiwa a re ke boammaaruri ga go a nna le morero. A re ka dingwaga tsa 2012 le 2013, go ne ga nna le diphuthego ba bolelelwa gore go tlogetswe mogopolo wa go tsaya masimo. A re ba ne ba dumalana le lephata la kabo ditsha gore ba busediwe masimo, selo se jaanong ba se boetseng ko morago. Bangwe ba ne ba kaile fa go dirilwe ka bomo go tsisa badiri ba basha ba ba neng ba seyo fa ditumalano di dirwa ka 2013. Ba re le fa ba amogilwe masimo, go a pala gore ba beelwe bana ditsha le fa go ne go dumalanwe jalo. society 9 Ba Dikgonnye ba itumelela motlakase Banni ba Dikgonnye mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogetse puso go bo e goketse motlakase mo motseng wa bone. Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke maphata a puso a a farologaneng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgotso Motlhabane o supile fa ba gokeletswe motlakase morago ga gore ba ikuele mo pusong mme a lebogela seo fela thata. O tsweletse a re ba lebogela puso go tla ka lenaneo la Tirelo Setshaba ka jaanong ditiro tsa bone mo motseng di tsamaya sentle gonne ba thusa mo maphateng ka go farologana. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole se se botlana sa Dikgonnye, Rre Sebilong Motlhaping o supile fa motlakase kwa sekoleng o tlisitse pharologanyo e ntsi gonne thuto ya segompieno e tlhokana le one. Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke go tlhoka motshine o o ntsifatsang dipampiri kwa sekoleng sa gagwe. Mme Lydia Keatlholetswe go tswa kwa ofising ya ga molaodi o rotloeditse batho botlhe ba ba tshotsweng ka 1966 go tsenelela mmabontle le rabontle e le tsela ya go itumelela go ipusa ga lefatshe leno go ya kwa ngwageng wa 2016 fa Botswana a tlaa bo a le dingwaga tse di masome a matlhano. O supile fa mo kgaisanyong eo, mofenyi a tlaa atswiwa ka P 5 000, maemo a bobedi e le P3 500 mme wa boraro ene a tlaa itswela ka P1500. A re ba ba tlaa bong ba sa fenya le fa ba na le go tswa ba iphotlhere la le bone ba tlaa atswiwa ka P700 mongwe le mongwe wa bone. Mme Keatlholetswe o rotloeditse kgaolo nngwe le nngwe go dira kgaisanyo eo, a tlhalosa fa botlhe ba ba fenyang mo dikgaolong tsa bone ba ya go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe. A re kgaisano eo e tlaa dirwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Lwetse go fitlhela ka 2016. E ntse e le kwa phuthegong eo, Mme Mariam Maseke go tswa kwa lephateng le le itebagantseng le go jesa bana ba dikole tse di potlana le dikokelo, o supile fa a sa itumedisiwe ke dijo tse di nnang di senyega mo dikoleng le mo dikokelong gonne o tlhalosa fa ba tlisa dijo tse di lekaneng palo ya bana jalo o ipotsa gore ke eng go nna le tse di senyegang. O tlhalositse fa ngwana yo a fitlhetseng go sena dijo nako ya sekale a na le tetla ya go ya go phaka dijo tseo fa di setse di le teng. E ne ya re ba akgela, banni ba bolela fa ba sa itumedisiwe ke tsela ya motse wa bone ka e ba senyetsa dikoloi ka jalo ba kopa molaodi go e tsibogela. Ba boletse fa ba sena koloi mo kokelong mme ba tlhalosa fa ba dirisa tsa bone fa go na le molwetse yo o isiwang sepatela. BOKHUTLO politics 7 Tshotlakako ya bana le bomme e a tshwenya Mogolwane wa lephata la Bong kwa Serowe Mme Patricia Masasa a re lephata la gagwe le tshwenngwa ke kgokgontsho e e diragalang mo baneng ba basetsana le bomme kwa kgaolong ya Legare. Mo potsolosong le O boletse fa bomme ba itewa, e bile ba bolawa, fa bangwe ba tshelela mo kgokgontshong ya mafoko a a botlha. Mme Masasa a bolela fa bananyana ba bannye ba thubediwa ke borre ba batona. Mogolwane o kaile fa mapodisi, ba bogosi le lephata la bone ba tshwaragane le namane e tona ya go reba seemo se. Le fa go ntse jalo, o boletse fa a ne a nametsega pelo fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a itlama go lwantsha kgokgontsho eo ka botswapelo. A re o solofela go le gontsi thata mo go Tautona. Mo dikgannyeng tse dingwe o boletse fa lephata la bone le tlhoka go okelediwa bodiredi le didirisiwa gore ba tle ba lwantshe seemo se. A re go tlhabolola puso le go tlhama mebereko go ka thusa thata mo diemong tsa go tshwana le tseo. A re o itumedisiwa ke gore baemedi ba setshaba ba tsibogela dikgang tse, tse di sa jeseng diwelang. crime_law_and_justice 1 Baithuti ba paka thuto ga e golelwe Thuto ga e golelwe e tsweletse ka go tokafatsa boleng jwa yone. Se se supilwe ke baithuti ba ba tseneng dithuto tse, mme jaanong ba le mo ithutuntshong ya go roka kwa Mochudi. Baithuti ba, ba tswa kwa metseng mengwe ya Kgatleng. Mongwe wa baithuti, yo e leng monana wa dingwaga tse di masome mararo, Mme Mmatsela Sello, a re o ne a felela ka lekwalo la bosupa. A re ka a ne a palelwa, o ne a tlogela mo tseleng ka ntlha ya boitlhobogo. Mme Sello a re o ne a kgothadiwa ke moagisanyi wa gagwe, Mme Lucy Setshedi, go ikwadisetsesa thuto ga e golelelwe ngogola mme o ne a seka a ipona tsapa. O kaile fa a setse a bona maduo, a tlatsa ka gore o ikaelela gape go dirisa ka botlalo kitso e a e neetsweng ya tiro ya diatla. Mme Sello o ne a rotloetsa banana ba ba sa kgonang go tsena sekolo go tsena thuto ga e golelwe ka e bula tlhaloganyo le go fa motho sebaka sa go leba thuto le botshelo ka leitlho le le botoka. Fa a tswa la gagwe, Rre Khono Mokotedi, yo o dingwaga tse di masome marataro le bosupa yo e neng e le ene rre fela ebile a ba feta botlhe ka dingwaga, o simolotse ga e golelwe ngogola. A re o gwetlhilwe ke go batla go itse go bala le go kwala ka a ne a na le kgwetlho ya go tsweledisa botshelo jwa gagwe segolo thata fa go tla mo go baleng le go kwala. Rre Mokotedi a re le ntswa e le lantlha a kopana le go roka, o rutegile ebile o na le lerato le keletso ya go roka le go tsweledisa kitso e a e amuleng go itlhabolola. Moeteledi pele thuto ga e golelwe e jaanong e bidiwang Out of School Education and Training, (OSET) kwa Mochudi, Mme Galeboe Moagi, a re ga ba a itebaganya fela le go ruta bagolo ka jaana ba na le thulaganyo ya go ruta bana ba ba sa tseneng sekolo ka lenaneo la Out of School for Children (OSEC) le ya ditiro tsa diatla. A re maikaelelo a thuto ga e golelwe ke go netefatsa gore baithuti ba a atlega mo go tsa go bala le go kwala le go anywa matsipa a go itshetsa. A re keletso ke go bona baithuti ba simolola dikgwebo mme ba ntse ba tshegeditse go tsena sekolo a tlatsa ka gore bangwe ba baithuti kwa Kgatleng ba ithuta go apaya apaya dijo ka go farologana le go roka ditlatlana. Le fa go ntse jalo, Mme Moagi a re kgwetlho kgolo ke gore baithuti bangwe ga ba a tlhwaafala ka ba na le mokgwa wa go tlogela sekolo ba ya go dira ditiro tsa selegae. O ne gape a rotloetsa setshaba go ikgolaganya le ofisi ya OSET go kopa dithuso ka tsamaiso le go ikwadisa a re ba amogela mongwe le mongwe. education 4 Megale e tshegeditse ngwao Setlhopha sa banana sa mmino wa dikhwaere sa Megale kwa Taung mo kgaolong ya Borwa Botlhaba se ikaelela go tshegetsa ngwao ka mmino wa dikhwaere. Moeteledipele wa setlhopha se, Mme Tshegofatso Mmualefe o tlhaloseditse BOPA fa maikaelelo a bone e le go busetsa mmino wa dikhwaere mo dinakong. A re pele go ne go tlwaelesegile gore dikhwaere di opelwa ka keresemose fela, fa gare ga ngwaga o ka seke o di bone gope. Mme Mmualefe a re Megale Choir e tlhamilwe ka 2014 ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatheng mme e ba rotloetsa go supa talente ya bone ka go bina le go opela. A re ka go na le tlhaelo ya ditiro ba bone gore ba ikanye bodiragatsi ka ba ka hirwa mo meletlong e e farologanyeng. Mme Mmualefe a re gape setlhopha se, maloko a sone ke batho ba ba sa berekeng, e bile bangwe ba sa tsene dikole mme se ba kgapha mo botlhokatsebeng. O tlhalositse gore mo mminong wa dikhwaere ba ipela ka setlhopha sa Borakalalo go tswa kwa Digawana. A re setlhopha seo ke sone se dirileng gore setlhopha sa bone se tsenye mashetla mo go se ba se dirang. Mme Mmualefe o lebogile Kgosi Lebogang Masie wa Taung, go bo a nnile le seabe se segolo mo kgolong ya bone. A re Kgosi Masie o ba rotloetsa thata, selo se a reng se ba tiisa moko. Dikgwetlho tse di ba lebaneng a re di akaratsa tlhaelo ya madi go reka paka. O kgothaditse Batswana go tshegetsa ngwao, a supa fa dikhwaere e le sengwe sa dilo tse di ka thusang le ba ba tswang kwa tlase gore ba e fitlhele mme le bone ba nne le se ba ipelang ka sone. BOPA arts_culture_entertainment_and_media 0 Matlo a BHC a tlhoka tlhokomelo Mogolwane wa Botswana Housing Corporation ( BHC) o gakolotse banni ba matlo a BHC gore matlo ao ke a setshaba mme a tlhoka go babalelwa ke badirisi ba one. Rre Kesebonye Khimbele o buile jalo mo phuthegong ya BHC le banni ba BHC bosheng kwa Jwaneng. A re tota matlo a ga se a mong mme a tshwanelwa ke tlhokomelo e seng go dirwa mabaakanyetso a dikoloi, marekiso a bojalwa ga mmogo le go leletsa diromamowa kwa godimo. O ne a gatelela gore banni ga ba tsee matlo jaaka ekete a bone le bana ga ba rutiwe go nna phepha. Rre Khimbele o gakolotse banni ba matlo a BHC go duela ka dinako tse di dumalanweng go tila go tseelwa dikgato ke kompone. O ne a bolela fa matlo a unit 1 a a tumileng ka go bidiwa samaphaletshe a sa rekisiwe ka a fetilwe ke nako ebile a emetswe ke go thujwa, a tlhalosa fa keletso e le gore banni ba one ba bone boroko pele ga matlo a thujwa. E rile fa a ntsha la gagwe mokhanselara Bankinyana Montsiemang a gatelela gore Batswana ba akarediwe mo thekong ya matlo ebile go seka ga nna le kgethololo. O ne a tswelela a akgolela kompone go aga matlo kwa Jwaneng ka toropo e tlhaelelwa ke boroko mme a gatelela gore seemo sa Samaphaletshe se potlakelwe ka go gokelwa motlakase wa nakwana go sa ntse go batlwa boroko jwa nakwana. Banni bangwe mo matlong a kompone, ba ne ba kopa gore e potlakele go baakanya matlo segolo bogolo fa ba ikuetse kwa go bone, ba bolela fa kompone e tsaya nako go baakanya matlo fa ba ikuetse kwa go yone. Bokhutlo politics 7 Maphata a tshwara dikgaisanyo E rile ka Matlhatso maphata a dikitsiso le kgaso kwa Selebi Phikwe ba bo ba tshwere moletlo wa bommabontle kwa ntlolehalahala ya Makhubu e le tsela nngwe ya go kokoanya madi a tiro ya bopelotlhomogi e ba tla e dirang ka kgwedi ya Sedimonthole monongwaga. Mongwe wa barulaganyi ba moletlo, Mme Lesedi Molapisi o tlhalositse gore ba ne ba dira mmabontle oo le bana ba ba neng ba ithaopile go tswa mo toropong ya Selebi Phikwe . O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go kokoanyetsa tiro e e setseng ka dikgwedi di le tharo ya bopelotlhomogi, e ba tlaabong ba abela banni ba motsana wa Phakwe dimpho dingwe e bile e le tsela nngwe ya go ikitsise batho. Mme Molapisi o tlhalositse gore le fa gone go le bokete ba kgonne go diragatsa tiro ya bommabontle ka thotloetso go tswa mo dikomponeng tse di farologaneng di tshwana le ya Welcome Cash & Carry, Sefalana Cash & Carry le Rratoropo wa pele wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa, fa ba otela ya Syringa mo Selebi Phikwe ba ikanne go fa ba ba tsereng maemo a ntlha go fitlha ka a boraro dijo tsa motshegare mahala. Maemo a ntlha a ne a ikgapelwa ke Collin Obopeng, yo e leng moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Lebogang; fa maemo a bobedi a ne a gapiwa ke Tshegofatso Khutshwane go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Phatsimo; fa a boraro a ikgapetswe ke kgarejwana go tswa kwa Botho College. Ba ba neng ba sa bona maemo ape le bone ba ne ba tswa ka dimpho tse di farologaneng di tshwana le machine o omisang moriri. Moletlo o ne wa natifisiwa ka mmino le moopelo ka Kgosi Rankwaila, yo eleng mongwe wa baopedi ba mo Selibe Phikwe, yo itsegeng ka leina la ‘Fang’. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Monana o tlhama ditiro ka lenaneo E re ka Botswana a faraferwe ke letlhoko la ditiro, monana mongwe wa kgotla ya Mowana kwa Mahalapye o itshimololetse kgwebo ya go dira digwapa ka thuso ya lenaneo la madi a banana mme a hira banana ka ene ba le barataro. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Gofaone Semetsa yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, o boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe a sena go fetsa dithuto tsa gagwe kwa University of South Africa (UNISA) kwa a neng a ithutela kgwebo teng. Rre Semetsa o kaile fa a ise a kwalele khamphani epe kgotsa lephata lepe la puso a ikopela tiro morago ga go fetsa sekole kwa Afrika Borwa, mme e rile go tsweng kwa UNISA a simolola kgwebo ya digwapa a direla mo lwapeng ka 2008. O kaile fa a ithutile go dira segwapa ka bo ene. O kaile fa a ne a thusiwa ka lenaneo la banana ka 2009 gore a godise kgwebo ya gagwe mme a simolola go direla mo lefelong le letona le na le metshine e e gwapisang nama mme a kgona go thapa ba bangwe. Rre Semetsa o boletse fa a reka nama ya kgomo mo marekisetsong a nama mme a e dire segwapa ka go e tsenya metswako le go e omisa ka meshini, morago ga moo a bo a e tsenya mo mephuthelwaneng e e kwadilweng Wes Chills. O kaile fa kgwebo ya gagwe e dira sente, a re o rekisetsa mephuthelwana ya segwapa mo marekisetsong a matona a tshwana le Choppies, dihotele, setshaba ka kakaretso le barekisi ba ba rekisetsang mo maemelong a dibese a Mahalapye, Palapye le Gaborone. O boletse fa barekisi ba mapalamelo a dibese e le bone ba ba rekang thata. O boletse fa kgwebo ya gagwe e itemogela dikgwetlho, a supa fa kgwetlho e tona e e lebaganeng kgwebo ya gagwe e le tlhaelo ya nama ya kgomo ka dinako tsa leuba. O kaile fa tlhaelo eo e dira gore ditlhwatlhwa tsa nama di oketsege. Kgwetlho e nngwe ke kgaogo ya motlakase e e dirang gore tiro e eme gape e baka gore nama e senyege. Le fa kgwebo e na le dikgwetlho, Rre Semetsa o beletse fa e dira sentle mo a kgonang go ijesa le ba lelwapa la ga mmogo le babereki ba gagwe. Rre Semetsa o ne a gakolola banana ba ba batlang go simolola dikgwebo botlhokwa jwa go ipaakanya mo go tseneletseng le go dira dipatlisiso pele ba ka simolola kgwebo. O ne gape a ba rotloetsa gore ba nne pelotelele ka gore go le gantsi kgwebo e tsaya dingwaga go itshetlela. BOPA economy_business_and_finance 3 Ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go ithuta Motshwarelela mookamedi wa lekalana la ditlamelo tse di faphegileng kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Mme Victoria Ramaribana a re ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go fiwa boswa jwa thuto fela jaaka mongwe le mongwe. O kgotlhaditse batsadi le setshaba ka kakaretso go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsotlhe tse di tlaa thusang gore ba nne le isago e e nonofileng. Mme Ramaribana a re go fa ba-na-le bogole thuto ke tshwanelo. O buile jalo ka Labone kwa Shoshong jaaka ba ofisi ya thuto mo Mahalapye ba ne ba rulagantse tiro ya go tsibosa setshaba ka thuto e e faphegileng e e fiwang ba-na-le bogole. O kaile fa lephata la thuto le lemogile fa kitso e tlhaela mabapi le go tlamela le go ithuta go tshela le ba-na-le bogole. Mme Ramaribana a re bana botlhe ba tshwanetse ba fiwa thuto go sa tlhaolwe ope ka popego. “Mo-na-le bogole o na le tshwanelo ya go rutwa se ngwana mongwe le mongwe a se rutwang, mme pharologanyo ya nna ka fa ba rutwang ka teng,” ga tlhalosa Mme Ramaribana. A re sengwe sa dilo tse ba di lemogileng ke gore bana ba ba nang le bogole ga ba wetse dithuto, mabaka mangwe e le gore ga go na yo o tlhaloganyang puo ya bone. Mme Ramaribana a re dikole tsa ithutelo ditiro le tsone ga di na ditlamelo tsa go ruta ba-na-le bogole, ka jalo seemo se se ba tima sebaka sa go tsweledisa kana go ithuta sepe se ba se eletsang. A re bokopano jwa mofuta o, bo tlaa thusa go arogana maele ka maikaelelo a go tokafatsa ditlamelo tsa thuto go lebeletswe go akaretsa ba-na-le bogole. O supile fa go na le thulaganyo ya go thusa gore bana bao ba bone thuso e e tshwanetseng. Mme Ramaribana a re go tshwaragana le makalana a mangwe go ntshitse maduo ka jaana ba kgonne go isa batlhoka kutlo go tsena sekole sa tiro ya diatla kwa Afrika Borwa. Le fa go ntse jalo, Mme Ramaribana a re go botlhokwa gore makalana ka go farologana ba ithute puo e e dirisiwang ke ba ba senang puo le kutlo. O tlhalositse gore go tlhoka go itse puo ya diatla go dira gore ba-tlhoka kutlo ba palelwe ke go ikuela fa ba na le mathata mme seemo seo se dire gore ba tsenwe ke boitlhobogo. Modulasetilo wa lekalana la ba-na-le bogole mo Shoshong, Mme Oakantse Kanokang o supile fa ba faraferwe ke dikgwetlho. A re bana bangwe ba ba nang le bogole ba tlogelwa ba le nosi ba sena tlhokomelo, jaaka batlhokomedi ba bone ba kgarakgatshega go batla mafulo a matalana. A re o tshwentswe ke tlhaelo ya barutabana ba ba nang le kitso ya go ruta baithuti ba ba nang le bogole. E rile a ntsha molaetsa ka thuso ya moranodi, monana wa motlhoka kutlo, Rre Edwin Mabotle go tswa Gantsi, a re o kopanye le bogole a le dingwaga di supa. O supa gore o bonye thuso ya go tsweledisa dithuto kwa Ramotswa kwa go nang le barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-tlhoka kutlo. Rre Mabotle a re o bone mosola wa thuto ka e bile a kgona go thusa mo go ruteng ba-na-le bogole ba bangwe. O kopile batlhokomedi ba ba-na-le bogole gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong ba ba ntshetse mo pontsheng le go ba fa sebaka sa go ithuta. A re go dira jalo go tlaa neela ba-na-le bogole sebaka sa go ipetlela isago e e lakaselang. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo mo khanseleng-potlana ya Mahalapye, mokhanselara Nametso Koma o ne a gatelela botlhokwa jwa go ruta setshaba ka ditlamelo tsa ba-na-le bogole. Le fa ditlamelo tsa ba-na-le bogole di santse di tlhaela, Rre Koma a re maiteko a a dirwa go di tokafatsa. O supile gore sengwe sa tse di ka pakang seemo se, ke go bona barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-na-le bogole ba ntse ba oketsega. education 4 Dikereke di kopilwe go rapela thata Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Moshupa, Rre Moreri Osupeng, o kgothaditse dikereke go tshwaraganela go rapelela HIVAIDS le matlhoko a mangwe a a apereng lefatshe leno. Rre Osupeng, yo e leng moruti wa phuthego ya ga Keresete, o buile mafoko a kwa Moshupa kwa bokopanong jwa go tswalela kgwedi ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS. O kopile dikereke go rapelela seemo sa HIVAIDS, se a reng se tshwenya thata. A re dikereke di tshwanetse go bopagana go rapelela segajaja se le dikgwetlho jaaka kgokgontsho ya bana. Rre Osupeng a re keletso ya gagwe ke go bona dikereke tsotlhe kwa Moshupa di na le kemedi mo lekgotleng la baruti, mme a kopa ba ba santseng ba saletse kwa morago kgotsa ba itlhokomolosa lekgotla leo go ema ka dinao. Moruti Kentse Thipe wa kereke ya Life Impact Centre o kopile Batswana go rapelela HIVAIDS, ka gore fa batho ba rapela ka tlhwaafalo e bile ba na le tumelo, bolwetse jo bo tlaa fela. Moruti Thipe a re Modimo o tlaa reetsa dithapelo mme o fodise malwetse a a apesitseng lefatshe leno, mme a kopa batsadi go lemotsha bana ba bone botlhokwa jwa thapelo le go ba ruta poifo Modimo. A re bana ba tshwanetse go ikgapha gotlhelele mo tlhakanelong dikobo pele ga lenyalo, ka seo se sa siama mo matlhong a Modimo. Moruti Thipe, a re batsadi bangwe ga ba kgalemele bana le fa ba bona ngwana a inaakantse le tsa marato, kgotsa a na le bakapelo ba bantsi ka ba lebile go ja fela. A re go botlhokwa go ruta ngwana go letela lenyalo, pele a ka tlhakanela dikobo. Mme Khumoyame Ramasu, yo e leng mothusa molomaganyi wa ditirelo tsa HIVAIDS kwa Moshupa o tlhalositse gore go tswa ka kgwedi ya Moranang go tsena ka ya Seetebosigo, ba kwadisitse dipalo tse dintsi tsa malwetse a dikobo kwa kgaolong eo. Mme Ramasu a re se, se supa gore tiriso ya sekausu e kwa tlase. Mme Ramasu a re gape, mo go tsone dikgwedi tseo go nnile le dipalo tse di kwa godimo tsa boimana jwa banana a re seo ke bosupi jwa gore tiriso ya sekausu e kwa tlase. Mabapi le tiriso ya dipilisi tse di ritibatsang mogare, a re batho mo kgaolong eo ba tsibogela lenaneo leo le ntswa bangwe ba emisa kalafi mo tseleng. Mo letsatsing leo la go tswalela kgwedi ya merapelo, go ne ga dirwa thulaganyo ya merapelo e e faphegileng e dirwa ke baruti ba dikereke ka go farologana. Go ne ga rapelelwa puso ya Botswana, ditlhopho tse ditlang tsa setshaba, go thubega ga malwapa, mo go tse dingwe. religion_and_belief 8 Mosireletsi o ikitsise setshaba Mosireletsi, Rre Augustine Makgonatsotlhe a re o lemogile fa Batswana ba le bantsi ba sa tlhaloganye ka tsamaiso ya ofisi ya gagwe, ka jalo a bona go le botlhokwa go tsamaya a tshwara diphuthego tsa kgotla go tlhalosetsa Batswana ka ditsamaiso tsa bone. Rre Makgonatsotlhe o buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa East Hanahai bosheng. A re go botlhokwa gore Batswana botlhe ba tlhaloganye ka tsamaiso ya ofisi ya gagwe ka gore tiro ya yone ke go ba sireletsa. A re ofisi eo e na le dingwaga tse di masome a mabedi e ntse e le teng, mme go bonala gore bangwe Batswana ba santse ba sa e tlhaloganye gore e dira eng. Mosireletsi Makgonatsotlhe a re lephata la bone le itebagantse le tsamaiso e e sokameng mo bodirelapusong le dikompone tse di tshwaraganetseng kgwebo le puso. A re bone ba thusa Batswana ba sa duedise sepe, ka jalo Batswana ba tshwanetse go inakanya le ofisi ya gagwe fa ba na le mathata ka fa ba neelwang dithuso ke bodirelapuso ka teng. Le fa go ntse jalo, a re ba tshwanetse go sala ditsamaiso tsa go ngongorega morago, mme fa go retela ba ka leba kwa go mosireletsi. A re ba ka isa ngongora kwa go bone ka mokwalo kgotsa ba ba tshwara ka mogala. Mosireletsi a re fa motho a na le ngongorego o tshwanetse go nna le bosupi jo bo supang kwa kgang e simologileng teng jaaka mekwalo. A re nako le nako fa ba bona badirelapuso ba sa ba arabe sentle fa ba kopa dithuso mo di ofising, ba tshwanetse go kopa mokwalo gore ka moso e nne sesupo sa bone fa ba isa kgang kwa go bone. A re bontsi jwa Batswana ba na le mathata le bodirelapuso, mme ka jalo ga gona kwa ba isang dingongorego tsa bone teng ka ba ne ba sa tlhologanye gore mosireletsi o ka ba thusa. Mosireletsi a re fa a sena go amogela ngongorego ya motho, ba tlhotlhomisa gape go ipatlela bosupi jwa kgang. Morago ga moo, ba dire mokwalo go gakolola lephata le le lebaneng go tlhamalatsa tsamaiso e gongwe ba neng ba e fapogile. Fa lephata leo le sa tseye kgakololo eo tsia, a re ba ka kwalela palamente. E rile banni ba East Hanahai ba akgela, ba supa fa ba itumeletse Mosireletsi go tla mo motseng wa bone, ka gore bone ba ne ba sa itse ka tiro ya Mosireletsi. Banni bao ba supile fa ba tsile go dirisana thata le Mosireletsi ka gore ba na le dingongorego tse dintsi mo motseng wa bone, tse di amang maphata a puso. Ba supa fa maphata a puso mangwe a sa ba tseye ka tekatekano mo motseng wa bone. Banni bao, ba supile fa ba ne ba tlhaelelwa ke kitso, mme mo bo gompienong, ba tlhalogantse thata gore mosireletsi o dira eng. BOKHUTLO education 4 Tshomarelo ya lefatshe konokono Banni ba Mhalapitsa kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba rotloeditswe go somarela lefatshe le ba le filweng ka e le lone konokono ya botshelo jwa sennela ruri. Se se builwe ke Rre Koketso Lesolebe, mothusa mokwaledi wa lephatla la kaboditsha la Sefhare/Ramokgonami kwa kgotleng ya Mhalapitsa mo thulaganyong ya go isa ditirelo tsa lephatla Leo kwa banning ba Mhalapitsa. Rre Lesolebe are lephatla la gagwe le tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tse Batswana ba fitisetsang ditsha tsa bone kwa bathong ba bangwe morago ga ba sena go di abelwa ke ba kabo ditsha. O rile matshwenyego a magolo ke gore Batswana ba fitisetsa lefatshe kwa batsweng-kwa mme morago ba bo ba tlhoka bonno. O tlhalositse fa metse e e dira se ka palo tse di kwa godimo e le motse wa Pilikwe le wa Shakhwe. O rile lefa selo se se dirwa thata ke banana, go nale bagolo bangwe ba ba dirang jaalo. O tlhalositse fa batho bangwe ba abela bangwe lefatshe le le sa ba lebanang la boswa le matlotlo mme morago ga dibekenyana, bangwe ba tle go ngongoregela phitiso ya lefatshe leo mme e be e re fa ba kabo ditsha ba seka seka, ba fitlhele ele gore go boammaruri, lefatshe la teng ga le a abiwa ka tsamaiso e e tlhamaletseng. O ne a kopa tirisanyo mmgo mo morafheng go emisa mokgwa o wa go fitisa lefatshe ka tsela epe fela go balelwa le ka thekiso ya lone. Rre Lesolebe o ne a kopa morafhe wa Mhalapitsa gore o leke ka bojotlhe go foketsa dipalo tse lefatshe le fitisetswang kwa bathong ba bangwe ka tsone. O ne tswelela ka go tlhalosa are le fa ba ntse ba letlelela neelano ya ditsha, Batswana ba tshwanetse go sala morago tsaimoso e e tlhamaletseng. Rre Lesolebe one a tlhalosa gape fa ba lemogile gore Batswana ga ba dirise batlhokomedi ba lefatshe sentle bogolo jang mo peong ya ditsha tsa masimo. O tlhalositse fa dikopo dingwe di tla di sa sainiwa fa tse dingwe, baikopedi ba ikopololetse monwana wa motlhokomedi wa lefatshe. O ne a supa fa selo se e le molato ebile dikopo tse di ntseng jaalo ba ka seke ba di letelele. O rile dilo tse di diragala ka gore gantsi, baikopedi ba nyatsa balebaledi ba lefatshe. O ne a kopa morafhe gape gore batho ba rerisane le baagisanyi ba bone fa ba ikopela peo ya ditsha go itsa dikgotlhang tse di sa tlhokagaleng. O ne a kopa gape gore batho ba kwadise ditsha tsa bone, ba di direle ditlankana. A re maikaelelo ke gore go tle go kgonwe go dirwa mmepe wa motse oo tla thusang gore batho gore ba kae mafelo bomotlhofo. Mo go tse dingwe, Rre Lesolebe o ne a tlhalosetsa banni fa ba tlaa bula ofisi potlana ya kabo ditsha kwa motsaneng wa Ramokgonami go thusa ba metsana e gaufi ka ditlamelo le dithuso tsa lephata la kaboditsha. O boletse fa ba solofetse gore ofisi ya teng e simolole go ka dirisiwa ka kgwedi ya Lwetse mono ngwaga. Fa Modulasetilo wa lephatla la kaboditsha, Mme Bheki Koketso a bua la gagwe, o ne a re thulaganyo e go ipatlelwang diphatlha tsa ditsha e e bidiwang thibang diphotlha e emisitswe go simolola mo letsatsing la Phukwi a tlhola malatsi a le mabedi. O ne a tlhalosa fa kemiso e e sa ameng ba ba setseng ba ikopetse mo malatsing aa fetileng. O boletse fa se se tla morago ga go lemoga fa batsadi bangwe ba banka lefatshe ebile ba le beela bana ba bone ba ba botlana kana ba ba eseng ba tsholwe ka gore batho bangwe ba batla go aga go bapa le ba masika a bone fela. O ne a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le setsha gongwe le gongwe kwa a batlang teng mo Botswana ka jalo go se nne le ope yo o ba thibelang ka go banka lefatshe. Fa a tsweledisa ka go bua ka bo maipaahela, o ne a tlhalosa a sa kgwe matlhe fa go ikabela lefatshe ele molato o motho a ka o atlholelwang madi aa kanang ka P10 000 le ngwaga mo kgolegelong fa batho ba ba ikabetseng lefatshe ka setlhopha bone ba ka atlholelwa ngwaga mo kgolegelong le madi a a kanang ka P20 000. O ne a tswelela ka go kgalemela morafhe gore go se ka ga nna le ope yo o ikokeletsang lefatshe, a tlhalosa ka gore lefatshe le motho a le filweng ke ba kaboditsha le felela mo dikgoneng tse ba di tshwaileng. A re mme le fa go ntse jalo, bangwe ba nale mogopolo wa go agelela ka kwantle ga ditsha tsa bone bare le gone ke ga bone. A re go dira jaalo ke molato o o tshwanang le w abo maipaahela. E rile mo posolotsong le BOPA, Rre Lesolebe o ne tlhalosa fa go nale melawana mengwe e e kganelang go fitisiwa ga lefatshe mme le fa go ntse jaalo, sebe sa phiri ke gore batho bangwe ba nale metlaela ee tlolang melawana eo mme ba tswelela ka go rekisa lefatshe ka kitso ya gore fa ba dirile jaalo, lephatla la kabo ditsha ga le na go ba sekisetsa mo molaong ope o o amang phitiso ya lefatshe la teng. O ne a tlhalosa gore go santse go seka sekwa molao wa phitiso ya lefatshe go bona gore go dirwe jang gore batho ba emise go le rekisa. A re mo nakong ya gompieno, ba leka ka bojotlhe go batla kitso ka ga motho yo o neelwang lefatshe le yo o le nayang. A re se se ke sengwe sa dilo tse di ka thusang go kganela neelano ya lefatshe. O tlhalositse fa batswa-kwa ba letlelelwa go nna le setsha se le sengwe mme ebile dikopo tsa bone di sekasekiwa ke tona wa lephatla la ditsha le matlo le ofisi ya gagwe. society 9 Tiego ya ditlamelo e ngongora kgosi Go diega ga ditlamelo jaaka kgokelo ya metsi le motlakase mo ditsheng tse disha kwa Lephepe go kgoba banni bangwe marapo go tlhabolola ditsha tsa bone. Matshwenyego a, a ntshitswe ke Kgosi Nkongwane Rantho mo potsolotsong le A re bontsi jwa batho ba ba abetsweng ditsha ba na le keletso ya go aga ka ba setse ba tshetse motlhaba le go tsenya terata mme ba kgojwa marapo ke go bo fa ba beilweng teng go sa gokelwa metsi le motlakase. Kgosi Rantho o supile fa tiego e nngwe e le ya lenaneo la nyeletso lehuma. A re banni bangwe ba sale ba kopile dihutshane mme le jaana. O ne gape a ntsha matshwenyego ka boitseme jwa banana ba a reng ga ba inaakanye le mananeo a puso go intsha mo lehumeng ba ipeile fela mo go hirweng. A re se se rotloetsa botlhoka tsebe. A re batsadi ga ba tsenye letsogo mo go kgalemeng mekgwa e e maswe jaaka go goga motokwane. Kgosi Rantho a re majalwa a a rekisiwang mo motseng ke one a rotloetsang botlhoka tsebe jwa banana. A re gangwe le gape o bitsa diphuthego tsa kgotla go leka go kgalema banana gore ba fetole maitsholo mme bangwe batsadi ba santse ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba amega mo dikgannyeng tsa botlhoka tsebe. Kgosi Rantho a re ba na le dingwaga di le tharo ba tlhorontshiwa ke bommamathwane ba ba robalang mo diofisi tsa kgotla mme ba tlogele monko o o maswe. A re ba ikuetse makgetho a le mantsi mo go ba ba maleba mme ga go nko e tswang lemina. politics 7 Kgolegelo e fa Setabosigo lesedi Bontsi bo tshaba kgolegelo lebaibai ka ba akanya gore ke lefelo la ba ba tlhobogilweng kana ba se tiro dintle, seo ga se sone fela ka kgolegelo. Lefelo le, le fa bangwe sebaka sa bobedi mo botshelong ka ba rutwa tiro ya diatla jaaka go betla, go shafatsa ditilo le tse dingwe. Mongwe yo o ka buang kgolegelo bontle ke Rre Bathalefi Setabosigo. Mong wa kgwebo e potlana ya Banamodi Upholstery o ithutetse tiro ya go shafatsa ditilo tsa dikoloi le go betla disofa ka nako ya a le kwa kgolegelong, kwa a nnileng lobaka lwa ngwaga tse tlhano. Mo potsolotsong bosheng, Rre Setabosigo yo o ileng kgolegelong a ne a sena kitso ya go betla gotlhelele, o ne a kgatlhegela tiro e ya diatla thata, a bona fa motho a ka e dira go itshetsa. A re tiro e ya go shafatsa ditilo ke tiro e e leng gore, go le gantsi ga e a tlwaelesega mo Botswana. Rre Setabosigo a re kgwebo e ya gagwe e simolotse ngogola ka Seetebosigo mme o setse a thapile banana ba le babedi. A re o thusitswe ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao go bona gore toro ya gagwe e a tshela. Rre Setabosigo a re kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka ba kile ba shafatsa ditilo tsa mabenkele a matona jaaka la Lewis, a tlhalosa gore ntswa kgwebo e na le dikgwetlho bone ba dira ka thata go tila dikgwetlho tse ba kopanang natso. Rre Setabosigo a re o kopana le dikgwetlho di tshwana go tlhoka lefelo le le siameng ka a direla mo lwapeng segolo bogolo e se lefelo le le ka direlang kgwebo, a re gape lefelo le le iphitlhile ka bareki ba sa kgone go ba lemoga. Rre Setabosigo a re kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone ke ya babereki ba ba rutetsweng tiro, a kaya fa kgwebo e tlhoka babereki ba ba nang le lesedi ka tiro e ba e dirang, a re fa babereki ba sena lesedi e nna o kare kgwebo ga e dire sentle. A re gape bareki ba tsisa ditilo tsa bone go tswa foo ga ba tle go di tsaya mme se se dire gore lefelo la gagwe le tlale a bo a patelesega go berekela kwa ntle. O rotloeditse banana jaaka ene gore fa ba le mo kgwebong ba tshwanetse go itsalanya le batho ba ba mo kgwebong jaaka bone gore ba kgone go ba thusa go tila dikgwetlho tse ba kopanang natso mo dikgwebong tsa bone. A re gape banana fa ba na le maikaelelo a go dira dikgwebo tse ba di batlang ba seka ba tshaba sepe mme ba supe ditalente tsa bone. O ikuetse mo go ba lephata la banana go ba thusa go ba batlela lefelo le le siameng go ba thusa gore Batswana ba ba lemoge a supa fa go na le mafelo mangwe a banana ba a filweng mme ba sa a dirise sepe. A re gape o kopa ba lephata la bone go ba thusa go ba batlela di thendara ka gore o direla mo lwapeng go ba thusa gore setshaba se ba itse. BOKHUTLO society 9 Mathathane o ipelela boipuso Mothusa ratoropo wa Selibe Phikwe Rre Molefhi Pilane a re botho le tshwaragano ke konokono mo sechabeng fela jaaka e le ngwe ya matshego a tebelopele ya sechaba ya ngwaga wa 2016. Rre Molefhi o buile se ka Lwetse a le 16, fa banni ba motse wa Mathathane ba ne ba ipelela malatsi a le lesome le bone a a setseng go ya ko boipusong jwa dingwaga tse di masome a matlhano kwa kgotleng ya Mathathane. O tlhalositse fa lefatshe la Botswana le sa le le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, mme go rena kagiso, kgololesego le thitibalo. A re ke tshwanelo ya gore go ka ipelelwa letsatsi la boipuso ka go na le thitibalo go sa tshwane le mo mafatsheng a mangwe ko go tshelwang ka lebelo ka lebaka la dintwa le dikgotlhang tsa sepolotiki. Rre Pilane a re lefatshe la Botswana le ne la kgona go fitlhelela dilo di le mmalwa jaaka go agiwa ga dikokelo, dikole, ditsela morago ga go tsaya boipuso mo go Mmamosadinyana. Pilane a re thuto ya Botswana e ntse e a fetoga go nna ya maemo a a kwa godimo ga mmogo le go tokafatsa ditirelo tsa botsogo. Rre Pilane o tlhalositse fa ditswammung jaaka diteemane le temo-thuo di fetotse matshelo a Batswana, e bile di sa ntse di tsweletse ka go dira jalo. A re mo mafatsheng mangwe go na le dintwa tsa semorafe, tsa ditumelo mme mo Botswana ga go na sepe sa go nna jalo. Rre Pilane o ne a re itshireletso e e mo Botswana le yone ke ya maemo a a nametsang ntswa go na le tse di tshwenyang jaaka bogodu jwa leruo. Ka go le sego letsogo le le abang badiri ba kokelo ya Mathathane le ba lekalana le le tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng ba bone go le maleba go aba dijo le melora e e tlhapang mo go ba ba tlhokang le go abela bangwe balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng. politics 7 Makhanselara ba batla bagodi ba thusiwa sentle Makhanselara ba kgaolo ya Kgatleng ba boletse fa ba sa itumelele ka fa poso e thusang bagodi ka teng fa ba ba amogedisa dikatso tsa bagodi. Ba supile matshwenyego ao mo bokopanong jwa khansele jo bo tsweletseng mo Mochudi ka Laboraro morago ga pego ya mogolwane wa poso Mme Esther Seoke, ba tlhalosa fa bontsi jwa nako bagodi ba ba ko dikgaolong ba sa amogele madi a bone ka nako. Ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ba tlhalosa fa dinako tse dingwe badiri ba poso ba ya dikgaolong ka madi a a sa lekanang mme a felela a tlhaetse bagodi ba tlatsa ka gore go ngomola pelo go bona bagodi ba sa amogedisiwa . Mokhanselara wa kgaolwana ya Moshawana, Rre Joseph Setoutwe o boletse fa a itse sentle matshwenyego a bagodi a tlhalosa fa a sa dumalane le kgang ya mogolwane wa poso fa a ne a tlhalosa fa ba simolola go amogedisa bagodi ka letsatsi la ntlha la kgwedi go ya ko go la bofelo. A re go le gantsi bagodi ba a sokola fa ba tsaya dikatso tsa bone a tlatsa ka gore le madi a bone a a ko morago go thata gore ba a duelwe mme o ne a kopa mogolwane wa poso go ya go baakanya dikgang tseo. Makhanselara ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore ba tlaa batla pego e e tletseng go tswa kwa mogolwaneng wa poso ka Labotlhano le ditharabololo tsa dikgang tseo. Mo kagnnyeng e ngwe ba ne ba supa gape gore Botswana Post ga e kope thuso mo mapodiseng nako e sa ntse e le teng fa ba ile go amogedisa bagodi mo dikgaolong mme ba tlhalosa fa seo e se mokgwa o o siameng ka ba felela ba amogedisa bagolo morago ga nako. Ba ne gape ba kopa mogolwane go tokafatsa dikarata tse bagodi ba amogelang ka tsone ba supa fa dinako tse dingwe di na le go tlhoka go bereka sentle. E ne ya re go le pele fa a ba baya pego pele, Mme Seoke go tswa kwa Botswana Post mo Mochudi a bolela fa matshwenyego a makhanselara a a utlwile mme a tlaa ya go sala dikgang tseo morago. Le fa go ntse jalo a re go le gantsi fa ba ya go amogedisa bagodi kwa dikgaolong ba lebelela palo ya bagodi ba motse wa go nna jalo mme ba bo ba tsaya selekanyo sa madi ao le go feta a tlatsa ka gore ga a ise a ele tlhoko gore go na le kgang ya madi a a tlhaelang ka a le mosha mo kgaolong. E re dikgang di eme jalo makhanselara ba ne ba supa matshwenyego ka dithoto dingwe le dikoloi tse di tswang ko mafatsheng a mangwe ba tlhalosa fa di sena boleng ba supa fa dikoloi tsone di kgotlela loapi. Ba ne ba bua mafoko ao morago ga pego ya ga Rre Bofeto Lekone go tswa ko lekalaneng la Botswana Bureau of Standards (BOBS). Makhanselara ba boletse fa ba ipotsa gore a mme lekalana leo le dira tiro ka bonatla,ka go na le dithoto dingwe tse baji bareki ba di rekang mme di sena boleng ba tlhalosa fa Batswana ba jewa ntsoma. Mokhanselara wa Mosanta, Rre Kgosietsile Mooketsi o kopile ba BOBS go netefatsa gore ba sekaseka boleng jwa dithoto tsotlhe a tlatsa ka gore go tlhoka go dira jalo go tsenya matshelo a baji bareki mo diphatseng. Fa a tswa la gagwe Rre Lekone go tswa ko BOBS o boletse fa go sena sepe se ba sa se sekasekeng go bona gore boleng jwa sone bo siametse baji bareki. society 9 Komiti ya Botlhapatlou e lela ka dituelo Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Botlhapatlou e lela ka dituelo tsa matlo a boroko a e a hiriseditseng badirela puso bangwe. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Olekile Ramogotlho o ntshitse matshwenyego a bone mo potsolotsong le Rre Ramagotlho o ne a tlhalosa fa ba lekile ka bojotlhe go bitsa ba ba amegang go kopana le bone go itse ka se se ka tswang se ba paledisa go duela ka nako, mme a re ba iteile sefololetse ka go ne ga tla bahirisi ba e seng badirelapuso fela. Mo go tse dingwe, Rre Ramagotlho o tlhalositse fa ba itela ka go tlhoka go okelediwa dipalo tsa phiro ya lenaneo la Ipelegeng. O supile fa ba fiwa palo ya go hira batho ba le masome a marataro, mme gangwe le gape dipalo tsa batho ba ba kopang go hirwa di feta masome a fera bongwe kgwedi le kgwedi. O ne a kaya fa ka letsatsi le ba hirang ka lone, batho ba rwala masigo ka tlhogo, selo se a reng se ba baya mo diphatsheng tsa go tlhaselwa ke dilalome. Rre Ramagotlho a re go wela tlase ga temo mo kgaolong go dira gore bontsi jwa batho ba ikanye lenaneo la Ipelegeng go itshetsa. E ne ya re a ama tse dingwe tsa motse, Rre Ramagotlho a tlhalosa fa ba sa kgotsofalele ka fa kompone e e hirilweng go gopa tsela ya Hatsalatladi-Botlhapatlou e dirisanyang le bone ka teng. O supa fa e ba kgaphela ntle ka e sa ba biletse bokopano fa e bo dirile mo motseng. E ne ya re a tlatsa, leloko la komiti ya ditlhabololo Rre Babonwang Mokgwaphe a supa fa mo motseng go na le dikgosana tsa tetlanyo tse di sa duelweng mme ba na le sebaka sa dingwaga di feta masome a mabedi ba ntse ba ithaopile. O ne a supa fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la koloi ya kokelo. A re fa go na le molwetse mo motseng, go tsaya nako e telele ba letile koloi go tswa kwa Malwelwe, mo go kgonang go direga gore molwetse a felele a tlhokafetse. O ne a tlhalosa fa ba na le letlhoko la boroko jwa baoki kwa kokelong, a tlatsa ka go re, kokelo ya bone e tshwanetse gore mo nakong eno e bo e na le ngaka e bile e setse e atolositswe e na le lefelo la pelegiso. Rre Mokgwaphe o ne a supa fa ofisi ya molemisi le yone e le mo seemong se se sa kgatlhiseng le ntswa ba ikuela mo go ba ba maleba ka yone mme go se nko e tswang lemina. Ditiro tse dingwe tse komiti e di solofetseng mo lenaneong leo monongwaga di akaretsa go agelwa ofisi ya boipelego, go alwa ga matlapa mo kgotleng le go tshubelwa motlakase mo matlong a boroko a komiti ya ditlhabololo tsa motse. O supile fa go nna maoto a tshupa ga bodiredi jwa khansele-potlana ya Letlhakeng go dia gore ditiro tsa ditlhabololo ka bontsi di fediwe ka nako. Rre Mokgwaphe a re dingwe di tshwana ntlo ya boroko ya dikamore tse pedi e e agwang e ka bo e weditswe go dirwa mo ngwageng o o fitileng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go aba madi a mmele go ka boloka matshelo Morutuntshi wa tsa botsogo, Mme Goganaone Setutu a re madi a mmele ke karolo e e botlhokwa thata mo botshelong jwa motho mongwe le mongwe. Mo potsolotsong le ba lekala la dikgang la BOPA , Mme Setutu o tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore Batswana ba itse ka mosola wa go aba madi a mmele ka batho ba le bantsi ba a tlhoka fa ba le mo diemong tse di farologaneng. O tlhalositse fa diemo tse di tshwanang le tsa dikgobalo tse di bakiwang ke dikotsi tsa dikoloi, nako ya pelegi le maaro a a tshwanang le a pelo, di ka baka gore batho ba latlhegelwe ke madi a mantsi mo mmeleng, selo se a rileng se gapa matshelo a le mantsi. Mme Setutu o supile fa go na le seemo se gantsi bana ba tsholwang ka madi a a sa siamang mo mmeleng, ka jalo ba tlhoka thuso ya madi a mmele a a ba siametseng gore ba tshele. O tlhalositse gape fa bangwe ba tshabelelwa ke go tlhoka madi a a lekaneng mo mmeleng, ka jalo ba tlhoka go okelediwa madi a mmele, selo se a tlhalositseng se le botlhokwa thata fa bontsi jwa Batswana ba ka nna le bopelontle jwa go aba madi a mmele. Mme Setutu o tsweletse ka go supa fa kgwetlho e tona e ba kopanang le yone e le ya batho ba bantsi ba ba dumelang thata mo ngwaong tsa bone, a supa fa batho ba gana go aba madi a mmele ba re ke moila. A re ba leka ka bojotlhe go tsaya madi a mmele mo Batswaneng ba ba setseng ba supile kgatlhego mo tirong e, mme a re ba dira jalo fa ba na le malatsi a botsogo jwa badiri le go rotloetsa bontsi jwa ba ba etelang dikokelo go tsaya kalafi. Morutuntshi yo, o tlhalositse fa ba boloka madi a mmele mo polokelong ya one, ka jalo o rotloetsa Batswana ka kakaretso go aba madi a mmele gore a bolokiwe go dirisiwa mo nakong e ba tla a bong ba a tlhoka. Mme Setutu o boletse fa jaanong ba na le didirisiwa tse di tlhokegang mo kabong ya madi ao kwa kokelong ya Maun. Bokhutlo health 6 Boithaopo bo na le mosola Banni ba Samedupi 2 ba akgoletswe go dira ditso ka go lemago botlhokwa le tiro e ntle e mabutswapele a e diretseng setshaba. Ba akgotswe ke bogogi jwa kgaolo bo akaretsa kgosi, baruti, mogolwane wa sepodisi le batsadi ka ba ne ba dirile moletlo go lemoga tiro e ntle ya boithaopo ya motsadi, Rre Samson Xhaaga yo o diretseng banni ka botswapelo, boineelo le lorato. Rre Xhaaga go boletswe fa a ne a tsena mo dikomiting tsa motse di akeretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya tlhokomelo balwetsi kwa malwapeng le ya twantsho borukutlhi mo dingwageng tse di fetileng. Molemo le lorato lwa go direla tshaba lo ne lwa mo susuetsa go tswelela e le mothusa moeteledipele mo komiting ya twantsho borukutlhi mme ka mabaka a bogodi le go tlhoka pono, a ithola marapo ka Mopitlo. Ke ka moo banni ba neng ba thulanya ditlhogo le bogogi kwa Chanoga go rulaganaya moletlo go leboga Rre Xhaaga. Ba lekgotla la Setswana kwa Chanoga le bone ba ne ba mo fa setlankana e le go lemoga tiro e a e dirileng. Fa a bua kwa moletlong oo, moemela mogolwane wa mapodisi, Assistant Superintendent Kgakgamatso Koboyatshwene o ne a galaletsa banni a re ba dirile ditso ka ga se ba le bantsi ba ba ka dirang jalo. A re e le ba sepodisi ba motlotlo ka tiro e Rre Xhaaga a e dirileng go lwantsha borukutlhi. O tlhalositse fa a tsene mo komiting ya twantsho borukutlhi ka 2008 a tshwere ka thata a dirisanya le mapodisi ka nako tsotlhe. A re o tsene morago ga gore puso e tlhabe mokgosi gore morafe o tsenye letsogo mo twantshong borukutlhi mme Rre Xhaaga a nna mongwe wa ba ntlha go ithaopela dikomiti tsa twantsho borukutlhi ka a ne a lemoga fa mapodisi a ka seke a kgone a le osi. A re Rre Xhaaga o ne a sa ipone tsapa ka a ne a tsiboga a bo a begela mapodisi ka ditiragalo tsa borukutlhi le ntswa dikgwetlho di ne di le teng. O kopile maloko a a setseng mo komiting go gata mo motlhaleng wa gagwe. Rre Koboyatshwene a re o ne a sa ipeela seelo ka jaana a ne a rata tiro ya gagwe go fitlhelela a tlogedisiwa ke bogodi. A re borukutlhi bo teng kwa Samedupi mme ga se jwa leruo fela ka go kwadisitswe dikgang tsa thubetso le go thujwa ga matlo. A re o solofela fa a tlaa tswelela a dirisanya le komiti e e teng a thusa ka dikgakololo. Batsadi ba Samedupi ba ba dirileng le ene ba ne ba bua ka lorato, botlhale, boikobo le tirisanyo mmogo ya gagwe mo morafeng ba kaya fa e le senatla. Rre Modise Tshekele a re ba ithutile go le gontsi mo go Rre Xhaaga. A re o dumela fa a tlaa tswelela a ba pepetletsa mo tirong ya bone ya go lwantsha borukutlhi ka a na le botsipa. Mme Catherine Botumile yo e leng modulasetilo ya komiti ya twantsho borukutlhi o ne a iteela kobo moroko a supa fa ba amule go le gontsi mo go Rre Xhaaga. Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga o ne a supa fa malebo e le nawa ya phure mo Batswaneng mme a lebogela tiro e ntle ya banni. A re go maleba go lemoga tiro e mabutswapele a e diretseng setshaba bogolo jang ba sa le bostshelong e seng ba hulere jaaka e le tlwaelo. A re ga se twantsho borukutlhi fela e Rre Xhaaga a e dirileng mme o nnile le seabe se setona mo ditlhabololong tsa motse, ke ka moo a tshwanelwang ke go phophothwa legetla. Fa a tswa la gagwe, Rre Xhaaga yo sefatlhego sa gagwe se neng se tletse monyenyo, o ne a lebogela morafe le ba lekgotla la Chanoga go supa lorato mo go ene. society 9 Moemedi wa setlhopha o leboga Khama Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o lebogetswe go dira gotlhe mo a ka go kgonang go sireletsa le go thusa batho ba a ba eteletseng pele. Mo potsolotsong bosheng, Rre Onalekitso Monnaatsheko, wa setlhopha sa mmino sa Velast kwa Maun, o supile fa Tautona Khama a bone go le botlhokwa go tla ka mananeo a nyeletso lehuma go leka go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Monnaatsheko yo e leng mongwe wa bafenyi ba ngwaga ono ba dikgaisano tsa malatsi a ga tautona, a re go botlhokwa go nna le motsadi wa selebego sa ga Tautona Khama ka mananeo a a beileng Batswana pele a tswa tema e bile a boloka seriti sa setshaba seno. O supile fa mananeo ao a thusa Batswana fela thata, segolo bogolo banana ka a tlhalosa fa go lebega ba a kgatlhegela ka ba a tsenelela ka dipalo tse di kwa godimo go tswa khutlong tsotlhe tsa lefatshe leno. A re Tautona Khama o supile fa a kgathala ka setshaba se a se eteletseng pele ka go amogana se a nang le sone le morafe wa gagwe ka a re go a bonala Batswana ba a tlhabologa e bile ba a rutega. Rre Monnaatsheko o supile fa Tautona Khama a le pelontle e bile a sa kgetholole ope. A re ke ene tautona wa ntlha go etela morafe mo dikgotleng go utlwa matshwenyego a bone le go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O tsweletse a re Tautona Khama o na le mowa wa go direla, ka a kgathala ka Batswana go na le ene mme a re gape o tsaya nako ya gagwe go lekola Batswana mo metseng le mo magaeng a a kgakala le ditlhabololo jaaka a Okavango le Kgalagadi. A re Tautona Khama o dirile go tlala ka diatla go tokafatsa seemo sa bonno jwa Batswana ka go tla ka lenaneo la go agela batlhoki bonno. Rre Monaatsheko o supile fa Tautona gape a rotloetsa banana mo go tsa bodiragatsi, bokgeleke le mmino ka madi, selo se a supileng se tswa maduo e sale a tsaya puso. A re o itumelela thotloetso e a e boneng mo go tsa bodiragatsi le mmino ka a re setlhopha sa gagwe se kgonne go bona P52 000 ka kakaretso e sa le ba simolola go tsenelela dikgaisano ka 2010 . O supile fa thulaganyo eo e tokafetse fela thata mo dingwageng ka banana ba itshupa ba eme ka dinao go ntsha bokgeleke le bodiragatsi jo bo farologaneng. O tsweletse a tlhalosa fa dikgaisano tsa ga tautona di kgonne go godisa setlhopha sa Velast e bile se kgonne go golola kgatiso ya sone ya bobedi ka madi a ba a fentseng , ka jalo o rotloetsa banana go tsena mo mananeong a a teng go leka go itirela bokamoso le bana ba bone. Le fa go ntse jalo, o rotloeditse banana go tlhoafalela thuto ka a bolela fa e le yone tshoso e rweleng mo botshelong jwa motho.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Babalelang dithuso - kgosi Kgosi ya Nkange kwa kgaolong potlana ya Tutume, Rre Oteng Nzonga o kopile Batswana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a bone, gore ba supe tlhokomelo e e tseneletseng mo go one. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Nzonga a re bangwe Batswana ba ba tshelelang mo lehumeng ba bone dithuso tsa mananeo ka go farologana a akaretsa ditshingwana tsa merogo, dimausu, thuo ya dinotshi le didirisiwa tsa go apaya borotho. Le fa go ntse jalo, Kgosi Nzonga a re go a ama gore bangwe ba ba boneng dithuso tsa go nna jalo, go bo go sena sepe se se fetogileng e bile se bonala mo matshelong a bone, se go ka tweng ke maduo a mananeo ao. A re go itshupile fa bangwe ba sa supe tlhokomelo e e maleba mo mananeong a ba a filweng mme a supa fa bangwe ba tlogetse ditshingwana tsa merogo go fetoga matlotla. Kgosi a re bangwe ba ba neng ba buletswe dimausu ba tswetse ka go sa tlhole go na le dithoto dipe tse di ka rekisiwang kgotsa one madi a go reka dithoto gape. O tsweletse a re Batswana ba tshwanetse go lemoga fa puso e tshwenyegile ka seemo sa batho ba ba tshelelang mo lehumeng e bile e na le kgatlhego ya go tokafatsa matshelo a bone. A re go botlhokwa gore ba ba fiwang dithuso ba di atlarele ka atla tsoo pedi, ba eme ka dinao go kopa thuso e ba ka e salang morago go tlhokomela mananeo a ba thusitsweng ka one gore a ba tswele mosola mo isagong. Go sale foo, Kgosi Nzonga a re Batswana ba tshwanelwa ke go tsosolosa mokgwa wa boipelego o ba itsegeng ka one. O tsweletse a re mo malatsing a gompieno, bangwe Batswana ba beile gore puso e tla a ba direla sengwe le sengwe le ntswa ba na le bokgoni jwa go itirela le go itshetsa. Kgosi o ne gape a supa fa a sa itumedisiwe ke bangwe banana ba ba itlhokomolositseng ngwao ya Setswana. A re kapari ya bangwe banana e sega tsebe, a tlhalosa fa bangwe ba apara diaparo tse di tlogelang dikarolo dingwe tsa mmele jaaka mohubu le magetla mo lebaleng. Kgosi Nzonga a re le fa banana ba taboga le diphetogo tsa segompieno, go botlhokwa gore ba tshegetse ngwao ya bone ka ke yone e e tlhalosang boleng jwa bone. O ba kopile gape go ikgapha mo manyalong a a seng ka fa molaong, a re go dira jalo go ka hema dikgotlhang, dintwa le dipolaano tsa baratani. Kgosi o supile fa bogodu jwa go thujwa ga matlo le marekisetso bo ile magoletsa mo motseng, a tlatsa ka gore bangwe banana bogolo jang ba basimane, ba amega mo ditirong tse. A re bontsi jwa banana ba basimane ga ba kgatlhegele go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone mme ba inaakantse le go nwa bojalwa le borukhutlhi fela. BOKHUTLO society 9 Tswelelopele ya thuto e ikaegile ka ba-na-le seabe Komiti ya botsamaisi jwa lekgotla la Babereki Savings and Credit Cooperative Society (SACCOS) e rotloeditswe go tswa ka methale ya go direla koporase eo madi. Fa a bua kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa koporase eo ka Matlhatso, motshwarelela mookamedi wa lephata la tlhabololo dikoporase, Rre Boniface Tsheko o boletse fa go le botlhokwa gore boeteledipele jwa SACCOS bo oketse madi a morokotso o o dirwang ka madi a dikadimiso le dibanka. “Se se ga se gore re seka ra tswelela ka go dira morokotso ka maloko,” go bua Rre Tsheko. Bokopano jo bo ne bo diretswe maloko gore a kopane go buisanya ka go ya pele ga mokgatlho le go dira moalo wa go ya pele. Rre Tsheko o kopile maloko gore ba rarabolole tsotlhe tse di amang mokgatlho wa bone ka manontlhontlho ba se na poifo kana go tlhomogela ope pelo. A re SACCOS e rotloetsa mowa wa poloko madi mo malokong, ka jalo, “ke ka rurifatsa gore SACCOS ke tsela e e isang kgololesegong mo go tsa madi.” Gore SACCOS e fitlhelele maitlamo a yone, Rre Tsheko a re maloko a tshwanetse go rurifaletswa gore dipeelo tsa one di sireletsegile ebile ga di dirisiwe botlhaswa. A re go supa fa tsamaiso e e sokameng ya tiriso botlhaswa ya madi a maloko a a mo dikoporaseng e tsweletse. A re Babereki SACCOS e ntse e sa dire mo go bayang pelo ka jalo se se ka itsa mokgatlho go fitlhelela maitlamo a one. Ngwaga tse pedi tsa madi tse di fetileng, Rre Tsheko a re pego ya badupi ba dibuka e ne e supa fa Babereki SACCOS e dirile ditatlhegelo tse di fetang dikete di le makgolo a mararo, masome a mane le botlhano a dipula mo sebakeng sa kgwedi di le lesome le borobabobedi tse di neng di wela Moranang ngogotlola. Ngogola go ne ga nna le kgolo e e neng e feta sephato sa sedikadike sa dipula. Maduo a, a re ga a nametse ka mokgatlho o ka nna wa phutlhama. Ka jalo, o gakolotse gore ba boele marakanelong, ba baakanye tsotlhe gore ba kgone go tshepiwa ke maloko, a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go bona Babereki SACCOS e boetse kwa go direng dipoeleo gore e tle e kgone go diragatsa maitlamo a yone. education 4 Banni ba tsibogela dipetelelo Banni ba metse ya Makwate, Shakwe le Taupye kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba kgadile ba sa kgwe mathe borre ba ba betelelang bomme le bana. Banni ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Mme Botlogile Tshireletso bosheng. Ba ne ba kopa puso go gagamatsa molao oo itebagantseng le borukutlhi jwa petelelo. E ne e rile gole pele, Mme Tshireletso a tlhalosa fa dikgang tsa petelelo di apesitse Batswana kobo ka letshoba. A re dipego tsa sepodisi di supa fa malatsi fa ka boitapoloso a a satswang go wela go gatisitswe dikgang tsa petelelo di le lekgolo le borobabongwe lefatshe ka bophara. Mme Tshireletso a re ditiragalo tsa thubetso di pateleditse puso go sekaseka molao ka maikaelelo a go gagamatsa dikotlhao. A re go botlhokwa go tsaya maikutlo mo setshabeng gore phetogo tse di tlaa dirwang mo molaong di kgotsofatse dikeletso tsa setshaba. Mopalamente Tshireletso a re se se gakgamatsang ke gore masea le bagodi le bone ba betelelwa. O supile fa sengwe sa dilo tse di tshwenyang e bile se senya ledula mo setshabeng e le go rotloetsa batho go dira ditiro tsa borukutlhi ele tiriso botlhaswa ya nnotagi le ditagi tse di borai ka di sira tlhaloganyo ya motho. Mme Tshireletso a re pelaelo e ka nna gore bangwe ba borre ba ba betelelang ba ka tswa ba dira seo ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi. A re le fa pula e tsweletse ka go tshologa, e fa balemi tsholofelo ya gore ba ka lema ba dira dijo go thusa go ntsha lefatshe mo lehumeng, bomme ka bontsi ba go palelwa ka ba tshoga gore ba ka nna ba tlhaselwa ke dilalome tsa mofuta o kwa masimo. A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore morago ga go betelelwa bomme bangwe ba bolawa kana ba sale ka dikgobalo tse di masisi. Mme Tshireletso a re bangwe ba bomme ba ba beteletsweng ba tshela ke letshogo ka jalo ba palelwa ke go tshela sentle le batho ba bangwe, go nyalwa le gone go tshola bana tota. O ne a kopa bomme le bana ba basetsana gore fa go kgonagalang teng ba fokotse mekgwa e e ka ba tsenyang mo diphatseng. O ne a tlatsa ka gore bana ba basetsana ga ba a sireletsega, ka ga ba kgone go apara jaaka ba eletsa, . Monni mongwe wa Taupye, Rre Ponatshego Kenosi a re o dumela fa go sena bokoa bope mo go borre ba ba thubetsang ka jalo ba tshwanetse go gagamalediwa dikotlhao. Rre Keabetswe Lebaso wa Makwate ene o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore ba ba dirang jalo ba nolofadiwe ka tsela nngwe gore ba seka ba nna le maikutlo a go tlhakanela dikobo. Mme Tshwaragano Dipao a re fa go ne go kgonagala, badira melato ee tshwanang le wa petelelo, ba ka bo ba sa fiwe sebaka sa go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. Le fa go ntse jalo, Mme Carol Baatshwana o ne a kgala bomme bangwe ba ba kgonang go swa senku fa borre ba ba ratanang le bone ba dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. Ka jalo, o ne a tlhalosa fa basadi ba mofuta o ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di gagametseng ka ba le botlhabetsi mo matshelong a bana e bile ba rotloetsa borukutlhi. A re bangwe ba amogela pipa molomo go nyeletsa kgang tsa bana ba ba dirisiwang botlhaswa ke borre ka go tlhakanela dikobo, selo se a reng ke molato o motona. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mopalamente o rolela banni ba kgotlana ya Sekwe ditlhabololo Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a rolela banni ba kgotlana ya Sekwe mo Letlhakane ditlhabologo tse di tlang mo motseng wa Letlhakane. Mopalamente o ne a dira jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotlaneng ya Sekwe bosheng. Rre Lelatisitswe a re ba ba neng ba na le ditsha mme ba na le dikakanyo tsa go di rekisa ba itse gore ditlhabologo di gorogile mo motseng, ka jalo ba bolae dikakanyo tseo. O kaile fa ba tlaa agelwa kokelo ga mmogo le diofisi tsa sepodisi tse disha. A re di tlaa bo di agwa kwa ditsheng tse disha tsotlhe go di atolosa sentle. A re go nnile le tiego mo kagong ya diofisi tsa sepodisi ntateng ya go fetola ditsha mme di tlaa fela monongwaga. O supile fa moepo wa Karowe o tlaa aga lebala la metshameko le le tlaa bong le akaretsa mabalana a metshameko ka go farologana mme banni ba tlaa nna le sebaka sa go tlhabolola le go godisa bokgoni jwa bone. A re ba moepo ba supile fa ba tlaa nna ba tlhabolola lebala le go tswelela go le baya mo seemong sa a mangwe a matona. Banni gape ba tlaa akola go tsenyediwa dipone tsa mo mekgwatheng motse otlhe ka tshwaragano ya kgaolo le ba moepo wa Debswana. A re se se tla morago ga gore ba Debswana ba tsibogele kgang ya gore babereki ba bone ba tsamaya mo lefifing go ya mapalamelong a dibese ka dinako tsa tiro. Rre Lelatisitswe o boleletse banni fa kgopho ya metsi a a leswe e tlaa dirwa ka madi a a adimilweng kwa bankeng ya mafatshe. A re gape letamo le a fudusiwa mme go tlaa dirwa kgokagano go ya kwa mafelong a a dirisang metsi a mantsi jaaka kokelo le dikole. O supile gape fa sekole sa ithutelo ditiro mo Letlhakane se tlaa tokafadiwa go nna mo seemong sa go ruta ditiro tse di amanang le moepo. Mopalamente o solofeditse banni fa ditlhabololo tse di tlaa fetola motse go nna toropo mo isagong mme e bile ba di solofele di le dintsi. Mongwe wa banni ba motse, Rre John Tshikinya o ne a akgolela mopalamente go tla go ba tsibosa ka ditlhabologo mo motseng wa bone. A re bone ba ntse ba ngongorega ka tiego ya ditlhabologo tse di tswang mo letlhakoreng la puso. A re puso e dira ditlhabololo ka bonya mo kgaolong ya bone. Rre Tshikinya o supile fa gantsi ba solofediwa mme go sa diragale, a kgothatsa mopalamente go emela ditlhabololo tseo ka dinao . A re meepo le yone e maoto a tshupa go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse ntswa e tshwanetse go ba tlhabolola. O ne a tlatsa ka go re go tshwanetse ga nna le dipuisanyo gareng ga meepo le banni ba motse. BOKHUTLO politics 7 Machaneng Youth Arts ga e ipone tsapa Machaneng Youth Arts ke setlhopha sa banana ba Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong se maikaelelo a sone e leng go tsamaisa molaetsa ka go dira metshameko. Setlhopha se se simolotse morago ga lenaneo la ga Tautona la metshameko ya banana, maikaelelo e le go ntsha banana mo mebileng ka go ipopa ditlhopha tse di phadisanyang mo dikgaolong tsa bopalamente mme ba atswiwe ka madi. Fa e sale lenaneo le le nna teng, setlhopha se ga se ise se wele tlase mme se tsweletse ka go gapa maemo a ntlha mo kgaolwaneng ya bokhanselara ga mmogo le mo kgaolong yotlhe. Setlhopha se, se se dirilweng ka banana ba ba sa berekeng, ga se a ka sa ipona tsapa, se ne sa nna fa fatshe go batla maano a a tlaa ba kgontshang go itirela madi go na le go baya fela mo go a ba a fiwang ke puso fa go na le dikgaisano. Ke sone se ba neng ba dira setshwantsho sa motshikhinyego se se supang metshameko ya bone, mme ba afa tona wa banana, metshameko le ngwao wa nako eo, Rre Shaw Kgathi mpho ya kgatiso ya metshameko ya bone ya motshikhinyego. Rre Shaw Kgathi o ne a itumela thata mme a tlhalosa fa a tlaa reka mpho eo ka P500 go rotloetsa setlhopha, a tlhalosa fa ba dirile tiro e tona thata go tla ka mananeo a mangwe mo godimo ga se puso e ba thusang ka sone. Mogolwane mo setlhopheng seo, Mme Ookeditse Montsi o tlhalositse fa setlhopha seo se ne sa dirisa madi a dikgaisano go dira kgwebo ya dikoko. A re ka maswabi kgwebo eo e ne ya seka ya tsamaya sentle ka ba ne ba se na botsipa jwa go tsamaisa kgwebo mme ya phutlhama. O kopile gore puso e tokafatse lenaneo le ka go ruta banana gore ba ka dirisa madi a ba a ikgapelang ka tsela e e ntseng jang gore ba kgone ba tokafatse matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, setlhopha se tsweletse ka go tshwaragana le maphata a puso go fetisa melaetsa kwa setshabeng ka metshameko, a tlhalosa fa ba natefisitse mo ditirong tsa maphata a a farologaneng mo Machaneng. A re selo se se tlang se isa setlhopha kwa tlase ke letlhoko la ditiro, ka jalo ba tshoga gore maloko a tlaa phatlalala go batla ditiro. Mme Montsi a re botswerere ke selo se se botlhokwa se se ka kgonang go jesa banana mme a leboga puso ka lenaneo la badiragatsi la dikgaolo tsa bopalamente ga mmogo le la dikgaisano tsa ga Tautona. A re banana ba sa ntse ba tlhoka thotloetso, e seng fela mo pusong, a kopa dikhamphanitse di ikemetseng go tshwaragana le puso go rotloetsa botswerere jwa banana. arts_culture_entertainment_and_media 0 Puso ga e kgetholole ope - Senai Mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, phathi e e fentseng ditlhopho e tshwanetse go direla Batswana ditlhabololo ka tekatekano go sa sokamelwe ntlheng epe ya sepolotiki. E ne e rile go le pele mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Rre Senai, molaodi wa Mahalapye, Rre Bakuedi Masole le mokwaledi wa khansele ya Mahalapye, Rre Motlogelwa Thuso kwa Moralane le Mosolotshane, Rre Mogalakwe a kgalela puso go aba ditiro tsa ditlhabololo ka go sokamela kwa dikgaolong tse di gapilweng ke mapalamente a phathi e e busang. Rre Senai yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Herero o kopile makgotla a ditlhabololo gammogo le dikomiti tsa badirelapuso go dirisana mmogo gore ba kgone go tsweledisa ditiro tsa metse e ba direlang mo go yone ba sa kgorelediwe ke sepolotiki Mokwaledi wa khansele, Rre Thuso ene o kgothaditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go rotloetsa batho ba ba thapilweng mo Ipelegeng go dira tiro ya bone ka boineelo le bokgabane go na le go tlhola ba robetse ka fa tlase ga ditlhare ntswa khansele e ba duela. Mabapi le tlhaelo ya boroko jwa barutabana kwa sekoleng se se botlana sa Moralane, Rre Thuso o tlhalositse fa puso e thapile konteraka mme tiro ya go aga matlo a boroko jwa barutabana le matlwana a borutelo kwa dikoleng tsa Moralane, Mokgenene le Setlhomo kwa Otse e tsweletse . Mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao, Rre Thulani Caiphas ene o boletse fa puso e abetse kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi P2 million yo o ka dirisiwang ke banana go simolola dikgwebo tse ba ka itokafaletsang matshelo ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko. Fa a latlhela la gagwe, molaodi wa Mahalapye, Rre Masole o boletse fa maikaelelo a diphuthego tseo e le go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso le ditirelo tse ba ka di bonang mo maphateng a bone gammogo le go tsosolosa dikomiti tsa badirelapuso mo Mahalapye. politics 7 Banni ba Motokwe ba lela ka lenyora Banni ba Motokwe kwa kgaolong ya Takatokwane ba re tlhaelo ya metsi e ba jesetsa mo kgobedung. Ba buile se kwa phuthegong ya mopalamente wa bone, Rre Friction Leuwe bosheng. Ba re metsi a kgala kgapekgapetsa mme seo se ba tlogele mo lenyoreng. Kgosi wa motse oo, Rre Batho Tshoso, a re sebe sa phiri ke gore ba dirisa sediba se le sengwe fela go nosa motse otlhe mme fa sena le mathata letlhoko la metsi le ya kwa godimo. Kgosi Tshoso o supile fa sediba seo gape se le fa gare ga motse mme khamphane ya metsi ya Water Utilities Coroporattion (WUC) e tshwanetse go a tlhatlhoba morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro. A re seo se raya gore mo tsamaong ya nako ga bana go tlhola ba se dirisa ka metsi a sone a tla bo a kgotlelesegile mme a sa kake a dirisiwa go nowa. Kgosi o ne gape a re WUC e sale e ba solofetsa go ba gokelela sediba sa bobedi gore se thuse se se ba nosang mo nakong ya gompieno mme nako kgolo ke eno. Mme Mmamanyane Ramongwe a re le letlhoko la metsi mo motseng wa bone le a tshwenya mme le fa go ntse jalo ba tsweletse ka go lefisiwa dituelo tsa metsi a a se yong. A re ntle le moo, o tshwenngwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa metsi mme seo se ba kokonela ba le bantsi ka jaana bangwe ba felela ba palelwa ke go duela metsi. A re o ka leboga thata fa puso e ka tsaya tshwetso ya go busetsa metsi kwa dikhanseleng jaaka go ne gontse pele ka a dumela gore seo se tlaa nna molemo. Mme Ramongwe a re ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duela metsi kwa Letlhakeng mme a re o kopa gore ba nne le tsela nngwe e ba ka ba thusang ka yone ka le one madi ba sena nao mme bogolo nne ba ka a dirisa mo go dueling metsi. E rile go le pele Kgosi Tshoso a supa fa a sa itumelele tiego ya ditiro tsa lenaneo la LG1109 le a reng ga gona epe tiro e e wetseng ya lone. Seo sene sa supiwa gape ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Diile Mathame yo o neng a re ba na le project lenaneo la ditena, ya go shafatsa holo ya motse le go aga ntlo ya LA2. A re ba na le tlhaelo e ntsi ya boroko jwa bodiredi mo motseng mme seo se helela se pateletsa bangwe go palelwa ke go tla go simolola tiro gore ba thusa morafe wa Motokwe. Rre Leuwe o ne a leboga morafe a ba solofetsa go tsaya matshwenyego a bone. A re o lebogela gore ba bonye a tshwanela go ka mo roma. politics 7 Dikgomo tse di lwalang ga di kake tsa bolawa Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Samson Guma o boleletse banni ba Mabudzani mo kgaolong ya gagwe gore ga gona dikgomo tse di tlaa bolaiwang di sena go tshwarwa ka bolwetse jwa tlhako le molomo. O buile se mo phuthegong ya kgotla ya loeto la gagwe mo kgaolong eo bosheng, mme a re puso e tlhomamisitse se, a bo a supa fa go bonwe molemo o o ritibatsang bolwetse ja tlhako le molomo mo dikgomong. Rre Guma o ne a tlhalosa fa bothata fela e tlaa nna gore dikgomo tse ga di na go rekisiwa kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC) ka bareki ba nama kwa mmarakeng wa mafatshe a Europa ba ka seke ba e reke. A re banni ba kgaolo e, ba tshwanetse ba amogela go tshela le bolwetse joo, a bo a re ga bo farologane gope le bolwetse ja AIDS ka go lebega bo tlaa tswelela bo itshupa kgapetsa kgapetsa. Mopalamente a re mogopolo o o duleng go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore puso e kgaoganye kgaolo ka bogare go kganelela bolwetse mo ntlheng e le nngwe go na le gore bo phatlalale le kgaolo yotlhe. O tsweletse a re mogopolo o mongwe o o neng wa tswa e ntse e le go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore go akanyediwa gore go dirwe masimo go bapisa molelwane go dira gore go seka ga nna bonolo gore leruo le tlolele ka kwa lefatsheng le le mabapi la Zimbabwe. A bo a tlhalosa fa sekidi sa lefatshe leo e santse e le sekgwa fela se se ka nna sekgele sa dikhilomithara di ka feta makgolo a heta borobabobedi. Rre Guma a re se se ngomolang pelo ke gore dikgomo tsa Batswana fa di tlolela kwa Zimbabwe di a bolaiwa fa lefatshe leno lone le sa bolae tsa barui ba lefatshe la Zimbabwe fa di tloletse kwano. Mo kgangnnyeng e nngwe, Rre Guma o ne a ikuela gore Batswana ba seka ba rekisa masimo ka a re lefatshe le tlhokwa bobe. A re go tla tiro e tona ya temo ya sonobolomo e e tlaa tlhokang lefatshe ka jalo masimo a bone a ka tla a ba sologela molemo thata gore le bone ba kgone go dirisa sebaka seo go dira madi go ka itshetsa. Rre Guma a re tsholofelo ke gore go tle go ntshiwe ditone tse di ka tshwarang dikete di le makgolo a le lesome le bobedi (120 000) ka ngwaga. A re dipatlisiso di supile fa ekere e le nngwe e ka busetsa molemi dipula di le dikete di le tlhano mme a supa fa e tlaare lenaneo le le le gaufi, go tlaatla barutuntshi ba ba tlaa tlhalosang gore sonobolomo e lengwa jang. O ne a supa fa ba sa tshwanela go belaela bokgoni jwa bone go ka lema sonobolomo ka go se dingalo e bile e sa tlhoke metsi a mantsi. education 4 Dikomiti tsa metse di semeletse Le fa ntswa dikomiti sa ditlhabololo tsa metse di tlwaelesegile thata ka go lela ka dituelo tsa matlo, a go le gantsi a nnang badirela puso, komiti ya Boikago kwa Palapye ya re seo ke dikgang tsa maloba gonne batho ba ba nnang mo matlong a bone ba duela sentle mo go ba kgontshang go dira ditiro tse dingwe. E rile a bua le bobega dikgang, modulasetilo wa komiti eo, Mme Boingotlo Olebogile a supa fa ba tsene mo tumalanong ya khiriso ka mokwalo o o ba fang tetla go ntsha mohirisi mo tlung fa a sa duele sentle mo sebakeng sa kgwedi. A re ka madi a matlo ba kgonne go reka ditilo, ditafole, dikotlele tse di tsholelang, matshine o o oketsang dipampiri le laptop, ba bo ba tsenya motlakase kwa kgotleng , metsi, mogala, di tiles le ntlwana ya boitiketso e e dirisang metsi. Modulasetilo wa extension 5 le 2 , Mme Selebaleng Dintwa ene o tlhalositse fa ba lebogela ditlhabololo tse di mo kgaolong tsa bone , a bo a supa fa ba dirile tshingwana ya merogo ka maikaelelo a go thusa ba ba sa kgoneng, balwetse le ba-na- le-bogole. O rile ba filwe setsha sa ba-na- le- bogole kwa ext 6 mme ga ba ise ba se tlhabolole ka ga bana madi. O akgotse ba komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong ya bone a re e dira ka natla sebe sa phiri ke gore e fekeediwa ke bogodu jo bo ileng magoletsa, majalwa a a seng ka fa molaong le sekgwa se se ba tshabisang go tsamaya ba le nosi ka dinao. Fa a ba kgwa kgaba, mopalamente Rre Goya o ba akgoletse bophepa ja kgotla ya bone mme ka dikgwa a re di ka fokodiwa fela ka ba tshomarelo ditsa tlholego ga ba rotloetse go rema ditlhare. Fa a akgela, Mme Goboletswe John o boletse fa di extension di gola thata ka jalo di tlhoka dikole tse dipotlana go fokoletsa bana go tsamaya sekgele se se leele. O supile fa sekole sa Morwalela se santse se rutela bana kwa ntle ka matlo a borutelo a sa lekane. Banni bone ba ngongoregile ka bogodu jwa leruo le khiro e ba reng ga e a siama ya lenaneo la Ipelegeng. Fa a araba dilelo tsa bone, mopalamente o supile gore mo lenaneong la ditlhabololo le le yang go wela ka 2031 go bonala dikole di le pedi tse dipotlana le sa bananyana kwa di extension. A re batsadi ba fudusa bana kwa dikoleng tse dingwe ka jalo go dira gore dingwe di sale di sena ope. Bokhutlo politics 7 Botswelelo Tlale o bolokilwe Makgolokgolo a batho a ne a tshologetse phitlho ya modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Rre Botswelelo Tlale, kwa Shoshong ka Matlhatso. Rre Tlale, yo tlhokafetseng kgwedi e fetileng e le masome a mabedi le bosupa, o tsholetswe kwa Shoshong ka 1947. O ne a dira dithuto tse dipotlana kwa Shoshong primary ka 1959. Morago ga go fetsa dithuto tse dipotlana o ne a tlhapiwa ke khansele ya legare ele pompara kwa Sedibeng sa Diphuduhudu, mme morago a hudusetswa kwa Bobonong go fithela ka 1969 fa a tlhapiwa ke ba lebenkele loora-Shaw, ba e rileng atswa mo go bone ka 1975 a tlhapiwa ke lephata la dikitsiso le seromamowa e le mmega-dikgang kwa Mahalapye. Rre Tlale yo ditsala tsa gagwe di neng di mmitsa Bots Babby fa badiri ka ene mo Mahalapye bane ba mmitsa Shamba one aya go ithutela tiro ya bobega-dikgang kwa lefatsheng la India ka 1995 a dira dithuto tsa Diploma in Journalism kwa e rileng a tswa teng a tlhatlosiwa maemo go ya go berekela kwa Maun. Moswi yo tlogelang mohumagadi wa gagwe,bana bale batlhano, bana ba bana ba le bane le bomonnawe bale batlhano, o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2006, mme morago a thapiwa go nna mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Shoshong ka 2012, tiro ye a tlhokafalang a ntse a le mo go yone. Ba lelwapa la moswi ba ba neng ba akaretsa Rre Ethasetse Tlale, Rre Radikube Tselampe le Mme Galemodimo Magapatona ba tlhalositse fa Rre Tlale e ne ele motho yo mabu, boineelo, loratlo e bile ele motho yo senatla mo ditirong tse a di neilweng ke setshaba kana puso. Bangwe ba dibui e ne ele mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele, mogolwane wa pele wa lephata la dikitsiso kwa Francistown, Rre Tasicius Modongo, mokgweetsi wa pele wa lephata leo Rre Tshekiso Ngake le Rre Tswaing Legama ba le bone ba boletseng fa Rre Tlale e ne ele motho yo a seng maikgantsho e bile a le dinywao. Moswi, yo e neng e le ngwana wa ntlha wa ga Rre Gabapalelwe le Mme Gaboeme Tlale, o tlhokafaletse kwa kokelong ya Mahalapye beke e fetileng morago ga go phadimogelwa ke bolwetse. politics 7 Banna ba kgothositse Koo Gae Mapodisi a Kanye a mo letsomong la banna ba le bane ba e rileng ka mosopologo (Tlhakole 23) bosigo ba kgothotsa Koo Gae Café P3 800, madi a ditshipi a go sa itseweng palo ya one le cheque ya khasele potlana ya Kanye ya P1 400 Supt Kealositse Konyana o boletse mo potsolotsong gore dilalome tseo di tsene ka nako ya fa go tswalwa mme ba laela bomme ba bararo ba ba neng ba ba fitlhetse foo ba theogetse go robala fa fatshe a ba supile ka sengwe se se lebegang jaaka tlhobolo. A re banna bao ba ne ba tsaya megala ya letheka ya bomme bao e le mene. A re dibeke tsa bomme ba tsone di bonwe ke bana ba sekolo di latlhetswe mo ntlung nngwe e e sa rulelwang. Supt Konyana o kopile setshaba go ba thusa fa ba ka bona bangwe ba ba belaesegang.O ikuetse mo bagwebing go sireletsa dikgwebo tsa bone mo dirukutlhing tse di tsweletseng ka go ba amoga madi a dikgwebo tsa bone. A re beng ba dikgwebo ba tshwanetse go babalela dikgwebo tsa bone ka go thapa badisa dikago,go tsenya di CCTV gore dirukutlhi di seka tsa ba amoga madi motlhofo. crime_law_and_justice 1 Botho bo simolola kwa lwapeng Botho jo bo siameng bo simolola kwa lwapeng gore ngwana a tswe motho yo o nang le boikarabelo ka moso. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Mothusi Tsetse wa Otse fa a amogela batsaya karolo mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Ramotswa Rre Samuel Rantuana. Kgosi o kopile borre ba ba tshelang le bomme ba sa ba nyala go seke ba itebala le gone go se rontshe bana ditshwanelo tsa bone, ka go netefatsa gore ba dira dilo ka fa tshwanelong gore e re fa mongwe wa bone a tlhokafala, dithoto tsa bone di seka tsa lwelwa. Kgosi Tsetse o kopile bana ba basimane ba ba tsamayang ba digile marokgwe go tlogela mokgwa oo, ka jaana e le mokgwa o o maswe wa magolegwa a mafatshe a moseja. Mogolwane go tswa kwa lephateng la mesepele le boagedi kwa Lobatse mme Legone Magazine, o ne a ba lekodisa fa lephata la gagwe e le leitlho la lefatshe, le dira ka go fa batho dipasa, go netefatsa gore batho ba ba tsenang ba tswa mo mafatsheng a sele ba tsena ka ditsela tse di siameng le gone go dirisa dipasa tse di tshwanetseng, le bone bao ba tswang mono gore ba dirisa ditsela tse di siameng go tswa le go tsena mo lefatsheng leno. O tlhalositse gape fa ba thusa batswakwa ba ba ikopelang boagedi mo lefatsheng leno, le go ntsha bao ba ba nnang mo lefatsheng leno ba sena diteseletso. O tlhalositse fa mefuta ya dipasa e le meraro, e le e e dirisiwang ke matona a puso, e e dirisiwang ke batho fa ba le mo tirong le e e dirisiwang ke botlhe. O boletse fa dipasa tseo di farologana ka madi, le gone gore o e tsaya ka tsela e e ntseng jang, a bo a tlhalosa fa pasa ya ngwana yo a tsholwang go ya kwa dingwageng tse di lesome le borataro e dirwa ka P100. O tlhalositse fa pasa ya botlhe e dirwa ka P260, mme e o batlang go e tsaya tsatsi lone leo e dirwa ka P500. O kopile Batswana go babalela dikano tsa bone, ka jaana e na le go sutlhega fa ba e berekisa ba sa e babalele, mme se se ame go ntshiwa ga dipasa tsa bone ka dikano tsa bone di na le go farologana le tsa Omang. Mme Magazine o ba kopile gape go somarela dipasa tsa bone ka jaana fa di latlhega motho a ka lopiwa madi a P1000, mme go sa balelwe le a a dirang pasa ka one. O tlhalositse fa teseletso ya motswakwa go bereka mo lefatsheng leno e le P1500, a bo a tlhalosa fa ngwana yo a tshotsweng ke Motswana le motswakwa a akola boagedi jwa mafatshe oo mabedi go fitlhela a tshwara dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe, mme go le botlhokwa gore e re a tloga a tshwara dingwaga tseo a itlhophele gore o batla go nna mokae, go itsa madiadia fa a setse a digetse dingwaga tseo. E rile a tswa la gagwe mopalamente Rre Samuel Rantuana, a tlhalosa fa bana ba tloga ba kwala ditlhatlhobo, mme go le botlhokwa gore batsadi ba ba eme nokeng go ba bontsha botlhokwa jwa thuto. O supile fa go na le matshwenyego a bana ba ba tshwarwang ba goga motokwane kwa sekoleng sa Moeding, a bo a kopa batsadi ba ba rekisetsang bana motokwane go tlogela go dira jalo ka ba ba senyetsa bokamoso. Mopalamente o ne a le mo loetong lwa go lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng. society 9 Monana o ikaelela go fenya dikgwetlho E re ka Motswana a re phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmonye, monana wa Draaihoek, Rre Oteng Kgotshane ke mongwe wa ba ba neng ba ititaya ka thupana go tsaya mananeo a puso, a maikaelelo a one e leng go ntsha Batswana mo lehumeng. Rre Kgotshane wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano, o supile fa e rile puso e ntsha lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF), a seka a ipona tsapa ka a ne a nna le kgatlhego mme a inaakanya le lenaneo ka 2012. A re e ne ya re Sedimontlhole a ya fifing, kopo ya gagwe ya atlega, mme a fiwa dikgomo di le 18, tse di namagadi di le lesome le bosupa le poo. Rre Kgotshane a re ka 2013 o ne a seka a bona koketsego epe ya leruo, ka dikgomo tse a neng a di rekile e ne e le merobanyana, mme e ne e ise e lekane go gwelwa. A re 2014 o ne a mo gorogela sentle ka pula, mme dikgomo di le pedi di ne tsa tsala. O supile fa thuo e le monate thata, segolo jang fa motho a setse a aja madi a kgona go rekisa, a tlatsa ka go re sebe sa phiri fela e nna fa go tlhagoga dikgwetlho di tshwana le malwetse. A re ka 2015 o ne kopana le dikgwetlho tse o neng a sa di ipaakanyetsa. Rre Kgotshane o supile fa malwetse a leruo a tshwana le mokokomalo le dikgofa di ne tsa mmusetsa kwa morago. O supile fa bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya bone e le nngwe ya dikgwetlho tse di ngomolang pelo ka jaana go na le batho ba maikaelelo a bone e leng go senyetsa setshaba. O supile fa ngwaga ono a setse ka dikgomo di fera bongwe morago ga go rekisa di le pedi gore a tle a kgone go rekela tse dingwe dijo le melemo. A re bolwetse jwa mokokomalo ke jone bo ba tlhokisang boroko mo thoteng ya bone, mme se se molemo ke gore morui o kgona go bo thibela, selo se a reng o ikaelela go se dira go ya pele. Madi a mangwe a re o ya go a dirisa go duela sediba sa morafe le go reka leokwane gore a kgone go pompela dikgomo tsa gagwe. Morui yoo a re ka bomadimabe o setse a latlhegetswe ke dikgomo tse tharo ka ntlha ya bolwetse jwa mokokomalo mme tse pedi di ne tsa utswiwa. Rre Kgotshane o supile fa a rata kgomo thata le fa e batla gore motho a bo a ititeile sehuba ka jaana e batla tlhokomelo e e tseneletseng jaaka go disiwa gore magodu ba seka ba tloga ba e tsaya le go bolaya dikgofa. O rotloeditse banana go nna le maitlamo le maikaelelo fa ba sena go fiwa mananeo gore ba kgone go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba ka rakanang le tsone mo dikgwebong tsa bone, ka jaana go sena sepe se ba ka se bonang motlhofo mo botshelong, a tlatsa ka go re dikgwetlho ke bontlha bongwe jwa botshelo. “Mogologolo o e biditse leina a re ke modimo o o nko e metsi, ka e tlhoka ka tlhoka boroka, ka e rua le gone ka nna ka bo tlhoka fela,” ga wetsa jalo Rre Kgotshane. ENDS society 9 Molelo o bopaganya setshaba Molelo wa kgolagano ke lesedi le le kopanyang setshaba. Kgosi Goitseone Patane wa kgotla ya Podipedi kwa Bobonong o boletse mo potsolotsong gore go tshujwa ga molelo wa kgolagano pele ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ke tsela nngwe ya go romela lesedi la kopano kwa Batswaneng. A re lesedi le, le tlaa dira gore batsadi le bana ba dire mmogo e bile le tlaa bula bana ditlhaloganyo gore ba utlwe batsadi. Rre Patane a re dikgang tsa botlhokatsebe ga banana e tlaa nna selo sa maloba. Kgosi Patane a re thuto ke thebe e bile e ka betlela bana botshelo jo bo botoka mo isagong. A re thuto e ka tlhabolola Botswana, a tlatsa ka go re ditlhabologo ga se selo se se emang di nna di tswelela. Kgosi Patane a re molelo wa kgolagano o neela Batswana lesedi la go ikgakologelwa kwa ba tswang teng, segolobogolo go lebilwe ngwao. O tlhalosa fa lesedi la molelo wa kgolagano e le sesupo sa gore le ntswa dingwao di le dintsi mo Botswana, Batswana ke tshaba e nngwefela. A re ke matshwanedi gore bagolo ba supegetse bana ngwao, a tlatsa ka go re ngwao e tshwanetse go sirelediwa gore e seka ya nyelela ka e neela motho seriti. O tlhalosa fa go tla ga molelo wa kgolagano mo kgaolong ya Bobirwa go tshwanetse ga neela bogosi sebaka sa go itshekatsheka le gore sengwe le sengwe se ba se buang e nne se se nang le boammaaruri. A re le fa Batswana ba ya go ipelela boipuso jwa monongwaga jwa dingwaga tse di masome matlhano ba tshwanetse ba somarela sengwe le sengwe se ba nang le sone, e sitang le one matlotlo a tlholego tota. Kgosi Patane o tlhalositse fa a sale a bone molelo wa kgolagano ka 1986. Fa a tswa la gagwe, mongwe wa baagi, Rre Moses Thuso o tlhalositse fa molelo wa kgalogana e le sesupo sa gore lesedi la Modimo le tsile mo bathong. O tlhalositse fa mo nakong eno bontsi jwa batho ba itse Modimo go na le bogologolo. BOKHUTLO education 4 Dikhwaere di supa kutlwelobotlhoko Dikhwaere di fera bobedi tsa lekgotla la dikereke tse di ikopantseng di abetse motlhoki mongwe wa kwa Nata P10000. Lekgotla leo le bopilwe ka dikereke tsa Methodist, Dutch Reform, Anglican Lutheran ya Botswana, Lontone, Roma le Corpus Christ, Cheke eo e abetswe lekgotla la dikereke la Botswana kwa Methodist, mo boemong jwa ga Mme Chandapiwa Mojapudi, yo o sa tlholeng a le mo botshelong. Mokgatlho o wa dikereke tse di ikopantseng, o tlhamilwe ka 1998, ka maikaelelo a go thusa ba ba tlhokileng lesego. Modulasetilo wa mekgatlho, Mme Bonolo Burns, o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a bone ke go agela mme yoo ntlo ka ba lemogile gore ga a na bonno, mme ba setse ba mo thusitse go bona setsha se ba eletsang go agela bana ba gagwe ntlo mo go sone. O ne a tlhalosa gore mokgatlho oo o setse o thusitse mekgatlho le makgotla a a farologanyeng mo lefatsheng leno, a supa fa ba aname le lefatshe leno go fitlhelela ba ba sa itsholelang Mme Burns a re ba setse ba thusitse mekgatlho le makgotla a ba-na-le bogole jaaka Podulogong, Motswedi, Anestine, Lephoi, Ramotswa le a mangwe. A re ba kgobokanya madi ngwaga le ngwaga ka moopelo, mme ba lebaleba ba ba tlhokang thuso ba bo ba ba abela. O ne a tlhalosa gore lekgotla la bone le itlhomile kwa pele ka gore e rile fa Tautona a ikuela gore setshaba se thuse, bone ba bo ba sa le ba monetse marulana pele ka go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho. O gateletse ka go re Mokeresete o bonwa ka ditiro, bopelotlhomogi le mowa wa kutlwelobotlhoko. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Dikomiti tsa ditlhabololo di tlhoka thotloetso Moeteledipele wa lephata la ditlhabololo tsa selegae kwa khanselelng ya legare, Mme Josephine Kgolagano, o ikuetse mo makalaneng a a ikemetseng ka nosi le dikgwebo go ema nokeng dikomiti tsa ditlhabololo. O buile jalo mo potsolostong morago ga bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa dikomiti tsa ditlhabololo kwa Palapye bosheng, Mme Kgolagano a re tiro ya dikomiti tse ke ya boithaopo, ka jalo ba bone go le botoka go direla maloko moletlo wa kabo dimpho a go ba rotloetsa. “Ke ka moo re kopang maphata ka go farologana le dikhamphani le dikgwebo go tsenya letsogo, ka jaana re ka kgona go abela dikomiti tse di dirileng ka bokgabane dimpho tse di botoka mme ra ba tiisa moko mo boithapong jo ba bo direlang metse ya bone le lefatshe ka kakaretso,” ga bolela Mme Kgolagano. O ne a tlhalosa fa dikomiti tse e le tsone pinagare ya ditlhabololo tsa metse ka jaana di itebagantse le morafe ebile ele tsone di itseng botlhoki jwa metse. A re keletso ya khansele ke go bona dikomiti tse di gola ke kamoo ba eletsang gore ba ka tshwaragana le maphata a mangwe a a ikemetseng mme ba ema nokeng dikomiti tse. Mme Kgolaganosupa a re mo dingwageng tse di tlang ba eletsa go godisa modiro wa kabo dietsele go bontsha dikomiti botlhokwa jwa tsone mo setshabeng. O ne gape a supa fa mo motseng o o golang jaaka Palapye ba solofela kemo nokeng ka jaana ditlhabololo di tla di le matsorotsoro mo motseng. “Rotlhe re tshwanetse ra tsenya letsogo mo go thuseng dikomiti tsa ditlhabololo ka jaana seo e tlaabo ele sesupo sa boikarabelo jwa dikhamphani tse di ikemetseng ebile e tlaabo e le sone seabe sa tsone mo go tlhabololeng lefatshe,” ga tlhalosa jalo Mme Kgolagano. O ne a akgolela khamphani ya World Bazaar go tsenya letsogo mo kabong dimpho ya monongwaga a re seabe sa yone se dirile diphetogo tse dikgolo. World Bazaar e ntshitse P1 850 go reka dietsele tsa monongwaga tsa ba ba gaisitseng. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa madirelo a World Bazaar, Rre Mohamed Siraj o ne a akgola dikomiti tsa ditlhabololo go bo di tsweletse ka go tshwara ka thata mo kgodisong ya dithabololo tsa metse lentswa go sena letseno lepe le le kalo le ba le bonang ka jaana ba atswiwa ka P320 fela ka kgwedi. Rre Siraj a re boithaopo ke mogopolo o montle ebile dikomiti tsa ditlhabololo ga di a tshwanela go tseelwa kwa tlase ka jaana seabe sa tsone se bonala. Monongwaga bafenyi e nnile komiti ya ditlhabololo ya kgotla Boikago kwa Palapye. politics 7 Dikgosi di galaletsa Basotho ba motse wa Tlhareseleele Motshwarelela kgosi wa Bakgatla ba ga Kgafela Kgosi Bana Sekai o lebogetse Basotho ba Tlhareseleele kwa Morolong go bo ba santse ba tshwere ngwao ya bone. Kgosi Sekai o buile mafoko a mo moletlong wa pulo semmuso ya ntlo ya ngwao kwa kgotleng ya motse oo bosheng. O supile fa a itumeletse gore Basotho ba Tlhareseleele ba bone go le molemo gore ba nne ba tsosolose ngwao ya bone ka gore ngwao e fa morafe seriti. Kgosi Sekai a re go tsosolosa ngwao go ya dikokomaneng tse di tlaa tlang go maleba mo dinakong tse merafe e tlhakatlhakaneng ka dingwao tsa yone. A re go ipelela ngwao go ntsha maduo a mantle, a afa sekai ka dikhwaere tsa Kgatleng go bo di ikgapetse setlankana go tswa kwa lekgotleng la ditshaba la UNESCO. Kgosi Sekai o ne a tlhalosa fa matshego a ngwao e le kapari, moopelo, maboko, dijo, meila le mephato. O tlhalositse fa kapari ya ngwao ya bomme le borre e tshwanetse ya tsewa ka tlhoafalo ka e naya motho seriti le boleng, a tlatsa ka go re dijo tsa Setswana di na le dikotla e bile ga se gantsi di ka baka malwetse jaaka dijo tsa segompieno. Fa a bua ka meila, a re meila e itsa batho go wela mo dipharagobeng ka jaana e thusa go laola maitsholo a batho. A re mephato yone, e botlhokwa ka gore e fetisa melaetsa le dithuto tsa ngwao, ka jalo a rotloetsa Dikgosi tsa metse go tsosolosa mephato. E rile a ntsha la gagwe, Motshwarelela Kgosi wa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare a rotloetsa Basotho ba motse oo go tswelela ba tlotla ngwao gore e seka ya nyelela. Le ene fela jalo o ne a galaletsa Basotho ba motse oo go bo ba santse ba itsege ka go tshegetsa ngwao ya bone e e nonneng mme a ba kopa gore ba tshware ka natla. O ba kopile gore ba itlhokomolose dingwao tsa mafatshe a mangwe mme ba tswelele ba godisa ngwao ya bone, a tlatsa ka go re ngwao ke matlhagola-tsela ka e kaeka motho gore o tswa kae e bile o ya kae. Kgosi Motshegare a re setshaba se agwa ke lelwapa, ka jalo bagolo ba tshwanetse go ruta le go rotloetsa ngwao mo malwapeng gore bana ba golele mo go yone. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Moswabodi Letshikhoana wa Tlhareseleele o ne a tlhalosa fa moono wa go bula ntlo eo semmuso e le go godisa ngwao ya Sesotho e e leng karolo e e botlhokwa mo matshelong a bone. O ne a tlhalosa gore e re le ntswa go ne go se motlhofo go rulaganyetsa letsatsi leo, ba ne ba kgona ka ba ne ba tshwaraganetse tiro eo. O tlhalositse fa maikaelelo a ntlo eo e le go godisetsa bana mo ngwaong le go e tiisa mo Tlhareseelele. Kgosi Letshikhoana a re mo motseng wa gagwe ba ikaelela go epolola ngwao kwa e katetsweng teng, ka jalo ba tsile go dira mekete e e rotloetsang ngwao e le mmalwa. Setlhogo sa moletlo o e ne e le Tsosoloso ya Ngwao go ya Dikokomaneng. arts_culture_entertainment_and_media 0 Busetsang serodumo sa bogosi Dikgosi tsa kgaolo ya Shoshong di kopilwe go nna seopo sengwe mme ba busetse serodumo se dikgosi le dikgotla di neng di simologile di le mo go sone. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong gape e le mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirela puso Rre Dikgang Makgalemele fa a buisa dikgosi kwa Shoshong ka Laboraro. Rre Makgalemele a re bogologolo dikgosi di ne di itsiwe e le batho ba ba bayang metse ya bone le batho ba bone kwa pele, ba somarela ngwao, go tsamaisa dikgang tsa ditlhabololo mo metseng ya bone ga mmogo le go rotloetsa puso ya batho ka batho. O ne a tlhalosa gore go tswa bogolologolo kgotla e ne e le lefelo le go thaelwang ditlhabololo teng, go tlhamela batho ditiro le gone go agisanya batho, mme a ba kopa go busetsa tsotlhe tse. A re dikgotlana di ne di itse thata go betla diphatlha tsa mebereko mo banning ba tsone, go sena epe kgotla e e saletseng kwa morago mme a kopa dikgosi go ema ka dinao go bona gore dikgotla tsa metse le dikgaolwana tsa bone di ema ka dinao. Rre Makgalemele o ne a galaletsa dikgotlana tsa Gookojwane le Malomeletsa mo Shoshong a tlhalosa fa di setse di ikaile fa di gatetse kwa pele go tokafatsa matshelo le tikologo ya bone. O ne a kopa dikgosi tse dingwe go tsaya malebela mo dikgotlaneng tse, ba di etela go ya go tsaya maele a gore ba ka dira jang go tokafatsa dikgotla tsa bone. O ne a ba tlhagisa go itshekatsheka go thusa puso mo maitekong a yone a go fokotsa lehuma le go betla ditiro. Rre Makgalemele a re puso e sa tswa go simolodisa lenaneo la go rudisa itsholelo le ka lone e ikaelelang go oketsa lobelo lwa go tlhama diphatlha tsa ditiro mo lefatsheng. A re ka lenaneo le puso e tsile go oketsa dikago, go tlhabolola ditsela, go rotloetsa bojanala le tse dingwe tse di batlang seabe sa dikgosi mo teng go bona gore ba nna le seabe mo go kabakanyeng ga itsholelo ya lefatshe. O ne a tlhalosa gore lebelo le, ga le kake la kgonwa ke puso e le nosi e patilwe ke mapalamente mme dikgosi di tshwanetse go ema ka dinao ka dikgotla tsa bone go bona gore ba tsenya letsogo. E ne e rile go le pele Kgosi Felix Kgamane a amogela dikgosi le mopalamente a tlhalosa fa a itumelela se Rre Makgalemele a se dirang mo kgaolong ya bone gore e re pele a simolodisa diphuthego a kopane le bone e le bogogi ba metse go tla go buisana. Kgosi Kgamane a re go a itumedisa fela e le ruri, a tlatsa ka gore banni ba kgaolo ya gagwe ba lela thata ka bokgakala ja ditlamelo tse ba di latelang kwa Mahalaye mme a botsa gore a puso e ne e sa bone go le botoka go tsisa ditlamelo dingwe gaufi le bone di tshwana le tsa ditlankana tsa matsalo le dikarata tsa Omang. society 9 Kgosi o kopa banyalani go ilela nyalo Kgosi Tlhabologo Boima wa Mmadikola a re dikgang tsa go thubega ga malwapa di ile magoletsa. Kgosi Boima o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re go lebega fa boleng jwa nyalo bo tsweletse ka go wela tlase mme se se bakwa ke banyalani ba ba sa tlotleng malwapa a bone. A re go tlhoka morero ga banyalani go na le seabe mo go thubeng malwapa. “Rre o kgona go tsaya dilwana mo lwapeng a di rekisa mosadi a sa itse mme e re fa a botsa a bo a mo keteka.” A re o lemogile gore batsadi ga ba fe bana ba bone molao o o lolameng wa lenyalo. A re bogologolo banyalani ba ne ba tlhalosediwa fa nyalo e se ‘mme mphe bogobe,’ ka jalo go batla batho ba ititeile sehuba gape ba ikemiseditse go emela dikgwetlho tsotlhe go fitlhelela ba kgaoganngwa ke leso. A re kgokgontsho ya bomme le bana e golela pele mo go felelang go baka gore bomme ba tlogele malwapa. Kgosi Boima o gateletse fa tsosoloso ya serodumo sa nyalo le go fokotsa dipalo tsa tlhalo di ka kgonagala fa banyalani ba ka fetola boitshwaro le go sala morago ngwao ya Setswana. society 9 Kebonang o rotloetsa tshwaragano Mopalamenete wa Lobatse, Rre Sadique Kebonang, o rotloeditse setshaba go nna le mowa wa tshwaragano a re seo se ka thusa go aga setshaba se se itekanetseng e bile se melediwa mathe ke ditshaba tsa mafatshe a mangwe. Rre Kebonang o buile jalo bosheng a amogela molelo wa kgolagano kwa Lobatse, morago ga letsatsi go tswa kwa gaMalete a tlhalosa fa molelo o wa kgolagano e le sekano sa go ipelela tsotlhe tse leaftshe la Botswana le di kgonneng morago ga go tsaya puso mo go Mmamosadinyana. Ka jalo o ne a gwetlha setshaba go bopagana gore go rene kagiso le thokgamo go tila madubedube a dikgoberogo tse di ka bakwang ke dipharologano tsa sepolotiki tse a tlhalosang fa di ka phutlhamisa maiteko a go isa lefatshe kwa pele. Fa a leboga, mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena o ne a leboga baeteledipele botlhe ba toropo eo le setshaba ka kakaretso go sa ipona tsapa, go tsaya karolo mo tirong e e hapegileng eo. Rre Mokwena o boletse gore toropo ya Lobatse e lesego ka gore e amogetse lebone le la kgolagano le santse lele lesha , a tlatsa ka gore le tlaa tlogela tsotlhe tse dintle le thokgamo e e tlaa fitlhelwang ke bana le dikokomane mo isagong. Mokwaledi wa khansele ya toropo ya Lobatse Mme Boikhutso Matenge o supile fa letsatsi le le faphegile ka gore molelo o tlaa tlogela lesedi mo toropong jalo lesedi le le phatsime go ya go ileng, le tswerwe e le la botshelo mme go ntse go gopolwa Modimo. society 9 Khansele e kopela maloko a PTA dikatso Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e amogetse mogopolo wa mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu, wa go kopa puso go atswa maloko a dikomiti tsa batsadi le barutabana. Se, go ya ka mogopolo oo, ke go ba lebogela tiro e ntle e ba e dirang mo go lekeng go tlhabolola thuto. E ne ya re a ema tshutiso eo nokeng, Mokhanselara Kudzani Tobokwani wa Themashanga a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore lefatshe leno le supe fa le lemoga botlhokwa jwa maloko a dikomiti tseo, mme a supa fa go ba fa lemmenyana e le nngwe ya ditsela tse di ka dirisiwang go supa seo. Rre Tobokwani o ne a bolela fa go simolodisiwa ga dikatso tsa maloko a dikomiti tseo go ka ba tiisa moko ga ba ga dira gore ba dire le go gaisa ka fa ba ntseng ba dira ka teng mo go betleng bana le mo go thusa dikole go ntsha maduo a mantle. Mokhanselara wa Senyawe, Rre William Tatose le ene o ne a ema nokeng tshutiso eo, a bolela fa dikomiti tsa batsadi le barutabana di sa le di nnile teng mme seabe sa tsone mo go godiseng mhama wa thuto se sa tshwanela go ka tlodisiwa matlho. Rre Tatose o ne a supa fa mo nakong eno, maloko a dikomiti di le mmalwa tsa boithaopo ba latlhelelwa sepenyana go thusa go ba tiisa moko mo tirong ya bone. A re ka ntlha ya se, go thona gore komiti ya batsadi le barutabana yone e bo e santse e ise e akanyediwe le mororo e dira tiro e ntle. Fa a akgela mo mogopolong oo, mokhanselara wa Masunga Rre Elias Mbonini o ne a kaya fa banni ba metse e e farologanyeng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa le ba supile fa e le keletso ya bone gore maloko a dikomiti tseo a atswiwe. O ne a tlhalosa gape fa dikatso tseo di ka okela batho ba dikitso tse di rileng mo dikomiting tseo, selo se a boletseng fa se ka tlotlomatsa boleng jwa dikomiti le go di thusa go dira tiro ka bokgabane jo bo fetang jwa nako eno. E ne e rile a baya makhanselara pele mogopolo oo, Rre Mandevu yo gape a leng mothusa-modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba a tlhalosa fa seabe sa dikomiti tsa batsadi le barutabana se le mo mpaananeng, ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba atswiwe gore ba tle ba tshware tiro ya bone ka mashetla. O ne a re go lebane gore ka fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a tshwarwang ka teng, e nne fela jaaka ba dikomiti tsa batsadi le barutabana le bone ba tshwarwang ka teng. politics 7 Malokaganye o batla sekole Banni ba Malokaganye mo kgaolong ya Goodhope / Mabule ba supile fa go le botlhokwa gore motse wa bone o agelwe sekole. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo, Kgosi Lotlaamoreng II bosheng. Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti eo, Mme Kefilwe Sefhemo, a re bana ba ba nnang kwa Malokaganyane ga ba dire sentle mo dithutong ka jaana ba tsamaya mosepele o moleele go ya le go boa kwa dikoleng tsa metse e e mabapi jaaka Dinatshana le Pitsana Photlokwe. Mme Sefhemo o tlhalositse fa bana ba ba sa ithute sentle kwa sekoleng ka jaana ba tsena ba lapile ba bo ba felela ba otsela ka nako ya dithuto, mme ba goroge kwa malapeng morago ga sekole ba lapile mme ba palelwe ke go nna le nako ya go bala. A re se se ama thata dithuto tsa bana ka jaana ba felela ba sa dire sentle mo maduong a lokwalo lwa bosupa. Kwa ntle ga go sa ithuteng sentle, banni ba motse o, ba ne ba supa fa bana ba bone ba le mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dirukutlhi. Ba ne ba tlhalosa fa gape bana ba le mo mathata a gore ba tsamae mo diemong tsa di sa itumediseng tsa loapi jaaka dipula. Ka jalo ba ne ba nna moono mongwe gore ba agelwe sekole, bogolo fela fa e ka nna sa matlo a borutelo a le mabedi e le tshimologo ya go thusa, bogolo jang bana ba bannye ba mophato wa ntlha le wa bobedi. Ba re se, se ne se ka dira gore fa bana ba setse ba bulega matlho e bo e le gone ba ka tsamayang mesepele e meleele go ya dikoleng. society 9 Dipodi di fa Gaogakwe seriti Batswana bangwe jaaka Mme Gaogakwe Bankagetse ba tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo. Mme Bankagetse o kgonne go atolosa ntlo ya gagwe ya bonno ka thuso ya dipodi tsa lenaneo la LIMID. Mme yo, wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro wa Mogorosi, a re ke mongwe wa batho ba ntlha go tsibogela lenaneo le la LIMID ka ngwaga wa 2008. O tlhalositse se mo potsolosong bosheng, a re morago ga go atlega ga kopo ya gagwe o ile a rekelwa dipodi tse dinamagadi di le lesome le boferabobedi le e tonanyana e le nngwe. A re ngwaga wa ntlha leruo le ne la seka la dira sentle ka go ne ga a swa dipodi di le lesome mme ga sala di le boferabongwe fela. Mme Bankagetse a re lefa seemo seo se ne se le botlhoko mo go ene, ga se a ka sa mo kgoba marapo. A re lephata la temo-thuo le ne la ba rutuntsha go tloga ka ngwaga wa 2008, a tsena dithuto tsa go lema dijo tsa leruo kwa Ramatlabama, o o latelang wa 2009 a rutiwa ka go tlhokomela leruo mo Mogorosi mme ya re ka 2014 a ya go ithuta ka tsa temo ya merogo kwa Mahalapye. O tswelela a re go nna le botsipa mo go tsa temo - thuo ga mo tiisa moko, o tlhokomela leruo la gagwe e bile o kentela dibokwana le diphilo ka dinako tsotlhe. Bankagetse jaaka leina la gagwe le tlhalosa fa e le jaaka fa a agetswe mosako, dipodi tse di neng di setse tsa atlega lesaka la tlala la goroga kwa go masome a matlhano. Ka ene e le motlhokomedi wa bana mo lapeng a le nosi, a re go ne go se motlhofo go ba tlamela mme dipodi tse di ne di thusa ka go duela madi a sekole, dijo le tse dingwe. A tlhalosa gape gore gareng ga tse dintsi a bo a na le keletso ya go tlhabolola dikago tsa gagwe tsa bonno ka e ne e le dikamore tse tharo fela ka jalo a reka didirisiwa tsa kago go kokotletsa. Kago ya gagwe a re e ne e tsaya dingwaga tse dintsi go emelela gape go le bonya, a seka a ineela a tswelela fela go fitlhela go tswa tema, mme mo bogompienong ngwana yo motona o setse a bereka le ene o tsentse letsogo. Ko masimo le gone o kaile fa a rekile mapako le terata go agelela tshimo ya gagwe e a lemang dijo tsa leruo mo teng. A re ngwaga o o fetileng mo go tsa temo ya dijo tsa leruo o bone dikgetsana di le masome a mararo le borataro mme tsa mo neela madi a a kanang ka P2 600. Bankagetse a re o bona thuo ya dipodi e le motlhofo thata e bile di siametse bomme fa a di tshwantshanya le ya dikgomo a re tsone di dingalo di siametse go tlhokomelwa ke borre. Le fa bogodu jwa leruo e le kgwetlho, a re go bona di fokotsega a di tseela mo gae go bapa natso le gore a di siele metsi a a mo lapeng go na le a sediba se se turu se a neng a kopile go nosa mo go sone ka se ne se lopa dikete tse tharo ka ngwaga. A re maikaelelo a gagwe ke go phunyetsa leruo la gagwe sediba gore le seka la a nwa mo lapeng. Bankagetse a re mo ngwageng o o fetileng, go sule di le tlhano go na le e tonanyana mo teng bakeng la pula. Le fa go ntse jalo, a re ene leruo la gagwe ga le tshwenngwe ke malwetse ape fela. A re gantsi ko diphuthegong tsa kgotla o rotloetsa banni ba motse wa Mogorosi go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo, e bile ene ke sekao ka o setse a rekisetsa ba ba simolodisang dikgwebo tsa bone. economy_business_and_finance 3 BHC e fa ba motlakase boroko Koporase ya Botswana Housing Corporation e abetse Botswana Power Corporationmatlo a le 138, mo go a le 158 a e a agileng kwa kgaolwaneng ya Mmaphula westkwa extension 7 mo Palapye. Matlo ao otlhe a a 158 amangwe a one a santseng a agiwa a lopile P74.3 million pula, go akarediwa letsotlhe tse di tlhokegang jaaka motlakase, metsi, kgopho ya metsi a a leswe leditsela. Matlo ao, a abetswe ba BPC ntateng ya ditumelano le tshwaragano le baBHC. Matlo ao fela jaaka matlomangwe le mangwe a kgaogantswe ka botona ja one le mofuta o a agilweng ka one,fa a a masome mabedi mo go one a mabotlana a ne a dirwa e le a motlaleletsa godira palo yotlhe ya 158. E rile a ba neela matlo aomookamela koporase ya matlo Rre Reginald Motswaiso a supa fa e rile tiro eo esimologa ga nna le madiadia, mme ba seka ba wela mo sebakeng se ba neng ba sebeile go wetsa tiro eo, o ne a re le fa go ntse jalo seo se se ka sa ba kgobamarapo ba ne ba wetsa tiro ka boleng jo bo kwa godimo fela thata le kamanontlhotlho. O ne a supa fa ba ne bakgaoganya tiro eo ka dikompone di le pedi, ebong ya CC projects( PTY) Ltd e eneng ya neelwa matlo a le 76, ka P40.3 million, fa ba Netbuilders (PTY) Ltdbone ba ne ba neelwa a le 82 ka P32 million. O ne a re boleng ja tiro eo bo neja seka ja nna jaaka moreki a ne a batla mme go ne ga nna le dipaakanyo gore tiro e tswelele ka fa e neng yadumelanwa ka teng. Rre Motswaiso o ne a akgoladikompone tse pedi tseo go bo di ne tsa leka ka bojotlhe go tswara nako le fadikgoreletsi di nnile teng le gore ba dirile tiro e ntle e le ruri, mme a bo abapatsa koporase ya gagwe a re ene le bomankge ba dikago fela ba tlaa bo bakopa setshaba go ba dirisa fa ba ba tlhoka gore ba age dikago tse di nang leboleng. O ne gape a tlhalosa fa baabetswe lefatshe le ba yang go aga matlo al e 300 mo go lone, mme a supa fa etlaa re mo bogaufing ba wetse matlo a le 104 e le bontlha bongwe ja go gagabelakwa palong e e umakilweng, o ne a re o lemoga sentle kgolo ya motse wa Palapyegore le fa ba tsweletse ka go aga jaaka tlhaelo ya matlo le yone e tsweletse kago hupediwa ke kgolo ya motse. Rre Motswaiso o ne a re batsentse letsogo go utlwala mo dikagong tsa puso le dingwe tsa beng, a re ditirotseo tsotlhe ba di dirile ka botswapelo. Fa a amogela matlo ao mo boemong ja mookamela koporase yaBPC, mogolwane wa tsa tupo dibuka tsa madi Rre Ngale Ngale mo boemong jamogolwane wa gagwe o ne a supa fa letlhoko la boroko la bodiredi ja ba phetlhoya motlakase le ne le ba paledisa go dira ka natla, mme a re jaanong ba ya gontsha gotlhe ka ba bone boroko. A re koporase ya gagwe etlhokana le go fa bodiredi bo le 300 boroko, ba ba tshwanelwang ke go direla momafaratlhatlheng a motlakase a Morupule A, mme ntateng ya letlhoko la madi bakgonne go ba bonela matlo a le 200 fela ba Morupele A le B, a a rileng ba ne baa a abela bodiredi jo bo dirang ka go fapaana le bomankge le ba bangwe felajalo ka ditiro tsa bone. O ne are matlo ao a a 138 a lopile ba BPC go feta P100million, mme a supa fa ba na le a mangwe a le 59 a le one e leng a BHC. O ne a re o itumelela gorematlo a ke a boleng jo bo kwa godimo fela thata, mme a re matlo a tsile ka nakoe e lebanyeng, le gone go itumelela tirisano mmogo e e nnileng teng fa gare gadikoporase tse pedi tseo. O ne gape a leboga banni baPalapye go bo ba ne ba seka ba fediwa pelo ke dithole tsa dikago tseo ka nakoya di agiwa, a re ba ne ba supa kemo nokeng ka dinako tsotlhe. Mo mafokong a gagwe akamogelo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Palapye, mokhanselara wa MogomeRre Lesedi Phuthego o ne a re go nna teng ga matlo a BHC go tlotlomatsa kgaoloya Palapye go e baya mo maemong a mantle a go nna toropo ya boraro, ka tebegole kgolo ya yone. Mme o ne a re boroko kesengwe sa tse di ka sekeng tsa ithokomolosiwa ka se fa Batswana seriti, o ne aakgola that a ba BHC a re ba tshware fela jalo ba direle lefatshe leno kabotswapelo. Fa a a fa malebogomokhanselera wa kgaolo ya MmaphuleBophirima o ne a re tiro e ke ya maemo a a kwa godimo fela thata, mme atlhagisa bao ba ba yang go neelwa matlo ao ka borukutlhi jo bo ileng magoletsamo dikgaolong tsa ext 3,4,6 le 7 a re ba tlhokana le go tswaragana mapodise gobopa dikomiti tsa ntebela ke go lebele. O ne gape a kopaboradikonteraka go bona gore ba ntsha matlakala pele ba ka emelela go tlogelatikologo e bonala e le phepa politics 7 Lefatshe ke boswa jwa dikokomane Banni ba Boseja/Flowertown kwa Mahalapye ba kopilwe go dira gotlhe go sireletsa lefatshe la bone. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng eo ka Labotlhano, mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o boletse fa lefatshe e le selo se se tshwanetsweng go tsewa jaaka teemane. A re lefatshe le ka dirisiwa le ke dikokomanyane mme le tlhoka go babalelwa ka le sa oketsege mme batho bone ba gola ka dipalo tse di kwa godimo. Mme Tshireletso, yo gape e leng Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o gakolotse banni go ipapha mo go rekiseng ditsha. O kopile banni gore go na le go rekisa ditsha, ba di hirise go fitlhela ba ikemela ka dinao. O ne a rotloetsa ba ba kobo dikhutshwane gore fa ba tlhoka thuso, ba kopa diagente tsa puso go ba emela fa go na le tsietso epe fela ka ditsha. A re bangwe ba utswetswe lefatshe ba ne ba akanya gore ba saenela dipampiri tsa go hirisetsa mafelo a bone dikgwebo. Mme Tshireletso o supile fa go na le tsetlana mo molaong e e tlaa fang ba-na-le-bogole dingwaga di le lesome le botlhano ba sa fetole maina a setsha mo setlankaneng. Mme Gabantshabe Kgosietsile e le moagi wa kgotlana eo, a re le ene o raletse diemo tse, jaaka ba lesika ba ne ba rekisa tshimo ya gagwe ya boswa mme a sala fela. Mokhansela wa Boseja le Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye, o kgothaditse banni go tlhokomela lefatshe la bone segolo jang masimo a a fa thoko ga tsela ya A1. A re beng ba dikgwebo ba tlaa tla ka methale yotlhe go tsaya masimo a bone. Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o ne a kopa batsadi go aga bana ka thupa. A re ke nako ya gore batsadi ba tseye boikarabelo go kgalema bana e seng go ba tshosa ka mapodise, dikgosi kana barutabana. politics 7 Lore lo ojwa lo sa le metsi Moruti wa kereke ya Methodist kwa Kanye, Mme Lily Keogotsitse, o rotloeditse batsadi go godisetsa bana ba bone mo kerekeng le go ba ruta go rapela le go obamela modimo go simolola kwa bonnyeng ja bone. Moruti Keogotsitse o buile jalo mo letsatsing la kabo dimpho tsa bopelotlhomoki ko lifelong la Lesedi Counselling Centre, ko go neng go abelwa bana ba dingwaga tse pedi go ya lesome le bone baba batlhoki, ba ba tlhokileng lesego, dikhutsana, ba ba lwalang, le ba ba tsenang dikole tsa sontaga (Sunday school) mo kanye ka bofelo ja beke. Magosogoso a dimpho a ne a tswa mo mokgatlhong wa bopelotlhomogi wa Samaritan Purse wa ko moseja. O boletse fa bana e le baruti le bagogi ba kamoso ka jalo ba tshwanetse go godisiwa sentle ka mafoko a modimo. Moruti Keogotsitse o boletse fa bana el e bone ba ruang bogosi ja legodimo a bolela fa mo baebeleng go na le padi ee bolelang gore ‘’lesang bana batle go nna gonne bogosi ja legodimo ke ja bone’’. A re bananyana bogolo jang ba basetsanyana ba tshabelelwa ke dihawa jaaka go thubediwa le go sotlwa ke ba masika fa ba tlogetswe ke batsadi. Fa a lebogela dimpho tseo mokhanselara wa Marapalalo mo Kanye Rre Kabelo Lemme a lebogela Samaritan Purse go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba ba tlhokileng lesego. A re go aba go tshwanetse ga dirwa ka botswapelo e seng go sotla ba bangwe ke gore ke batlhoki. Mokhanselara Lemme o boletse fa go segofatswa letsogo le le abang go na le le le amogelang.o ba kopile go somarela tse ba di filweng thata. A kgotlhatsa batsadi go nna ba bua mafoko a a molemo fa pele ga bana ba bone, a re ba rutwe molemo le bosula. O kopile batsadi go ruta bana ba bone botho, a re bana ba tshwanetse ba rongwa, ba seka ba rogana, ba utswa le go bua maaka. A re ga ba tshwanela go lwa le babangwe. Fa mogokaganyi wa Samaritan Purse mo kgaolong ya borwa Mme Khumo Gideon a re lekalana la bone le thusa thata bogolo jang bana ba ba tsenang Sunday schools mo dikerekeng tsedi farologaneng. A re go dira jalo ke go ruta bana go rapela le tshwara molao wa Setswana le go itsi modimo. Mme Gideon o boletse fa ba fa lerato, are ba supa ka go aba eseng go bua ka dipounama fela. A re ba tshwanetse go rata bang ka bone jaaka ba ithata. Dimpho di ne di akaretsa dimonamone, tsedi tlhapang, dibuka le tse dinngwe tsedi tshamekang le dijonyana. religion_and_belief 8 Moeteledipele o tshwanetse go itshepha Mmueledi wa molao yo o ikemetseng, Rre Mmoloki Mogobe a re gore kgosana e kgone dikgang e tshwanetse ya bo e le motho yo o itshephang, a na le boikanyego le boikobo mo morafeng o a o eteletseng pele. Rre Mogobe o buile mafoko ao kwa peong ya kgosana wa tetlanyo wa kgotla yoora Mongala mo Kanye Kgosi Tshegofatso Mere bosheng. A re gore motho a kgone tiro e a tlaa bong a e tshwere o tshwanetse go dira a le boikobo, a itshepha a bile a ikanyega. Rre Mogobe o kopile kgosi Mere gore a nne boineelo mo tirong a bo a gwetlhe batho ka go ba kgatlha ka dikgato tsa gagwe tse dintle. O kopile kgosi Mere gore mo tirong e a e neelwang ya bogosi a nne boineelo a bo a nne le maitlamo ka gore morafe o tlaa bo o beile mo go ene mme go seka ga nna le tlhakatlhakano mo goora Mongala. A re o tshwanetse go nna le tirisanyo mmogo mme go didimala ga go a siama. A re a ithute go bua le batho a bo a tlhophe mafoko fa a bua le batho. Rre Mogobe o bile a kopa kgosana gore a nne a etela makgotla a mangwe go ya go tsaya malebela. A re a seka a ikgagapelela tiro a nne a roma ba ba mo tlhatlhamang, a bo a re fa a na le kgwetlho a bone gore o ka e rarabolola jang pele ga a ka kopa thuso mo go ba bangwe. Fa a amogela thomo, Rre Mere o ne a re o itse gore mo botshelong ga go na motho yo o ratang dikgosi ka di sa rate botlhoka tsebe le bogodu. O boletse fa a na le maitlamo le maikaelelo a tshwana le go tla go aga matlo a segompieno a tshwaragane le ba komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya gagwe. Kgosana yo o tlogetseng tiro ka bogodi Rre Kitso Kelosiwang yo e leng rangwanaagwe Rre Mere, o ne a mmolela gore morafe o tsile go mo lebelela gore a o ba tsaya ka tekatekanyo le gore o sekisa a sa sokamela ntlha e le nngwe fela. Rre Kelosiwa a re o mo laela morafe oora Mongala. A re a bone gore ba ntse ba tlotlana jang mo kgotleng ya bone, e bile nne e re fa mongwe a tswa mo tseleng ba bangwe ba mmusetse. A re batho boora Mongala ke batho ba ba sa itseng go seba fa ba ngongoregela sengwe ba a bua ba ntshetse kwa ntle. BOKHUTLO politics 7 €˜Babalelelang matshelo a setshaba’ Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Tsabong ba gakolotswe go fokotsa palo ya bapalami go kganela kanamo ya mogare wa COVID-19. Kgakololo e, e dule ka Assistant Superintendent Itumeleng Maruru wa sepodisi sa Botswana kwa bokopanong jwa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba, lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le la botsogo le boitekanelo bosheng. Asst Supt Maruru o ne a tlhalosa fa balemogile gore bakgweetsi bangwe ba itlhokomolosa melaetsa ka segajaja sa COVID-19 ka a tsweletse ka go tlatsa setshaba mo dikoloing. O ne a ba rotloetsa go pega motho a le mongwe ka nako e le nngwe ka tlhwatlhwa ya malatsi otlhe. A re seo se ka kganela kanamo ya mogare. Ast Supt Maruru o ne a kopa bakgweetsi go ikgapha mo go iseng setshaba kwa dikgorong tsa melelwane ka di santse di tswetswe. Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Lyon Nthebolang o ne a tlhalosa fa botsogo bo tla pele, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse go ema ka dinao mo go lwantsheng mogare wa corona. Rre Nthebolang a re mogare o gaketse thata kwa mafatsheng a mangwe, mme a patelesegile go tsaya tshwetso ya go emisa ditirelo tsa setshaba, mabaka e le go fokotsa kanamo ya mogare. O ne a bolela fa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le tsere tshwetso ya go emisa ditirelo dingwe ka nakwana ka lebaka la bolwetse joo. A re ditirelo tseo di akaretsa go aba diteseletso tsa go pega setshaba, go shahatsa ditlankana, ditlhatlhobo tsa go tsaya setlankana le tse dingwe, mme a supa fa tlhatlhobo ya dikoloi gore a di itekanetse yone e sa emisiwa. Rre Nthebolang o ne a rotloetsa bakgweetsi ba ba pegang setshaba go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di phepa ka nako tsotlhe. Badiri go tswa kwa kokelong ya Tsabong, ba tlhaloseditse bakgweetsi ka botlhokwa jwa go tlhapa diatla ka metsi a a nang le molora le gone go dirisa setlolo se se bolayang mogare. Ba kopile gore ka ntata ya tlhaelo ya ditlolo tse kwa marekisetsong, batho ba ka dirisa molora le metsi go tlhapa diatla ka nako tsotlhe. Badiri ba kokelo ba ne gape ba gakolola bakgweetsi go ikgapha mo go diriseng letsela le le itshutlang diatla le le hapaanelwang, ka le ka anamisa mogare, mme ba dirise pampiri ya diatla e e latlhiwang. Ba supile fa dikai tsa mogare oo, e le mohikela, mogote o o kwa godimo, go go tlhola, letsapa le le feteletseng, tlhogo e e opang le go hema ka thata. Mme ba kopa gore ope fela yo o ka nnang le dikai tseo, a bone ba botsogo. Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la bakgweetsi ba di bapalamo tsa setshaba kwa Tsabong, Rre Mooketsi Sephiri, o ne a gwetlha badiri go tshwaragana le puso mo go gaseng molaetsa. Rre Sephiri o ne a supa fa ba ne ba bona go le maleba go buisana le ba lebaneng ka go ba rutuntsha ka mogare oo. O ne a ba kopa go ikgapha mo go pegeng palo e e feteletseng ya bapalami, a supa fa ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng ka go ikgapha mo mogareng le go rutuntsha bangwe ka bone go ikgapha. Rre Sephiri o ne a ba kgothatsa go nna le botho, ebile ba tlotlane, ba nne seopo sengwe, mme ba dire ba tshwaragane, ba emise go nna ba supana ka menwana, ka seo se ka ba busetsa morago. health 6 Sepodise se rotloetsa thuto Mookamela sepodise sa Botswana Rre Keabetswe Makgophe a re thuto e na le seabe se segolo mo itsholelong. Rre Makgophe o buile se kwa moletlong wa kabo dimpho ya diphadisano tsa maduo a bosupa a dikole tse di potlana tsa kgaolo ya Middlepits tse di akaretsang Kolonkwaneng, Bogogobo, Middlepits, Khuis, Gakhibane le Khawa, o o neng o tshwaretswe kwa Middlepits bosheng. E re ka maikaelelo a sepodise e le go fa setshaba bodiredi jo bo nang le boleng , mookamela sepodise o ne a tlhalosa fa tiro ya sepodise e se go tshwara badira melato fela mme le go thusa mo go tlhabololeng le go tokafatsa matshelo a setshaba. A re ke sone se ba boneng go le botlhokwa go dira pharologano mo go tokafatseng seemo sa thuto a kaya fa thutego e tlisa boikarabelo le boipelego mme go nyeletse botlhokatsebe ka botlhoki le jone e le kgogedi mo go tlhokeng tsebe. E re ka mogologolo a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata Rre Makgophe o ne a tlhalosa fa sepodise sa Middlepits se ne sa ikopanya le dikole le morafe wa Middlepits ba bona go le botlhokwa go dira phadisano e e ka tlisang mowa wa go bereka thata go nna mofenyi le go kgothatsa bana,batsadi le barutabana go ntsha ga tshwene mo go tokafatseng maduo a lokwalo lwa bosupa. Godimo ga moo o ne a kaya fa phadisano e ba ne ba e simolodisa ka ba ne ba bona fa e ka thusa bana ka go ba fa mowa wa go tlhwaafalela dithuto tsa bone mme ba felele ba rutega ba iperekela ebile ba ipelega mme se se nne le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe. Rre Makgophe o ne a gatelela fa thuto e ka nna le seabe sa go fetola le go tokafatsa itsholelo a fa sekai ka lefatshe la Singapore le lennye le le senang ditswammung le a reng itsholelo ya lone e ikaegile ka thuto mme le humile go feta le one mafatshe a a matona a a nang le ditswammung. Mookamela sepodise sa Botswana o ne a akgola baithuti ba ba neng ba kwala lekwalo lwa bosupa ngwaga e e fetilng, batsadi ba bone le barutabana ba sekole sa Middlepits se se tsereng sekgele sa phadisano e ngogola a re ke maiteko a mantle fela thata gape ke sesupo sa gore ba tshwaragane mo moonong wa go tokafatsa maduo a thuto. O ne a itsise bogogi,baithuti le batsadi ba sekole sa Middlepits fa go itsege ba na le dikgwetlho jaaka metlobo ya dibuka e e tlhabologileng le letlhoko la tsa maranyane a inthanete le dikhompiutara, mme a ba gakolola gore dikgwetlho tse di seka tsa ba isa tlase ba tsepame mo go tokafatseng maduo ka gonne dikgwetlho di tla nna di ntse di tlhagelela. E re le fa go ntse jalo Rre Makgophe o ne a ngongorega ka bana ba ba gogang motsoko ba sale bannye, a kaya fa go tsweng mo go gogeng motsoko ba tsena mo legatong la go nwa bojwala,mme le motokwane ba feletse ba o goga pheletsong ba dirise ditagi tse di borai di tshwana le cocaine mme go reye gore ba dira borukutlhi ka methale yotlhe ba thukhuthe batho madi le dithoto go reka ditagi tse. A re se se ka paledisa letshego la Tebelopele ya 2016 ya go nna setshaba se se babalesegileng. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa Middlepits mme Montle Sethebe o ne a leboga sepodise sa Middlepits ka seabe sa bone mo phadisanong e a kaya fa e tokafaditse maduo a lokwalo lwa bosupa mo dikoleng tse di potlana tsa Middlepits cluster. Mme Sethebe o kaile fa pele ga kgaisano e maduo a dikole tsotlhe tsa bokopano jwa kgaolo ya Middlepits a ne a le kwa tlase fela thata kwa ntle ga sekole sa Gakhibane se se neng se pasa ka selekanyo masome matlhano le bobedi mo lekgolong. Morago ga tshimolodiso ya phadisano e mogokgo wa sekole sa Middlepits a re dikole di ne tsa simolola go kgaratlha di fetola maduo mme sekole sa Gakhibane se ne sa tshwara sekgele se sebaka sa dingwaga tse tharo, mme ka ngwaga wa 2014 se ne sa tsewa ke sekole sa gagwe. O ne a supa fa keletso le maikaelelo a sekole sa gagwe e le go tshegetsa sekgele se ka maduo a a kwa godimo ga a ngogola. Mogokgo wa sekole sa Middlepits o boletse fa ba lebaganwe ke kgwetlho ya go tlhoka sejanaga a re se se ba ketefaletsa go dira ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse di tlhokang maoto a a motlhofo a a bonako. Mme Sethebe a re letlhoko la ntlwana e go ka beelwang dikhompiutara mo teng a re le paledisa baithuti gore ba nne le tshono ya go itse khompiutara mo go leng botlhokwa ka jalo o ne a kopa banaleseabe go ba tswa thuso mo dikgwetlhong tse di lebaganeng sekole sa gagwe. Sekole sa Middlepits se se fentseng dikole tse dingwe mo phadisanong e, se ne sa abelwa dimpho di akaretsa sekgele (trophy) le madi go tswa kwa sepodising sa Middlepits le sepodisi sa Botswana fa dikole tse dingwe di ne tsa fiwa mpho ya kgothatso ya dibolo tse tharo le madi. Moithuti yo o neng a fentse baithuti botlhe ba lokwalo lwa bosupa ngogola mo kgaolong e, Lily Titus yo o neng a tsena kwa sekoleng sa Khuis o ne a fiwa beke ya dibuka, madi ke ba sepodisi sa Middlepits le sepodisi sa Botswana le Tona Kitso Mokaila, mme moroki mo Middlepits o ne a mo segela kapari ya sekole. Baithuti ba sekole ba ba kwadileng lokwalo lwa bosupa ngogola ba ne ba fiwa madi go ya ka fa ba itekileng ka teng. education 4 A bana ba godisiwe go tshwana Go bolelwa fa go le botlhokwa gore kgodiso ya ngwana wa mosetsana e tshwane fela le ya ngwana wa mosimane. E rile ba akgela mo thuto puisanong e itebagantse le letsatsi la bomme, e e neng e rulagantswe ke ba lephata la merero ya bong kwa Chitawa Lodge kgwedi eno e le lesome le motso, batsena thuto puisano eo ba ne ba supa fa go tshwenya go bo ngwana wa mosetsana mo kgodisong ya gagwe, a sa nke a rutiwa go ikemela ka nosi fa a tshwantshanngwa le ngwana wa mosimane. Ba re bana ba basetsana ba tshwanetse go rutiwa le go lemontshiwa fa ba lekana fela le bana ba basimane, ka seo se ka ba thusa gore ba tsoge ba nna boMme ba ba ikemelang ka nosi ebile ba kgona go tshegetsa maemo a a rileng mo mehameng e e farologaneng. Le fa gontse jalo, bangwe ba batsena dithuto tseo, ba ne ba supa fa bomme ba na le go salela kwa morago mo mehameng e le mmalwa ka jaana ba fufegelana ka bo bone, ba re fa bomme ba ka latlha mowa oo wa go nna le lefufa mo go bomme ba bangwe, seo se ka ba thusa go ba isa golo gongwe mo botshelong. E ntse e le mo thutopuisanong eo, go ne ga buisangwa ka dikgang tse di amanang le kgokgontsho ya bong, bogolo jang go lebeletswe ya bomme le bana ba basetsana mme bangwe ba supa fa go ngomola pelo ka jaana bomme ba na mokgwa wa go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho kwa dikgotla tshekelong lentswa bas a tswa go ralala seemo se se botlhoko seo. Batsena thutopuisano eo, ba tlhalositse fa nnotagi e le sengwe sa dilo tse di nang le seabe mo go bakeng kgokgontso mo malwapeng. Mogolwane gotswa kwa lephateng la merero ya bong kwa Francistown, Mme Poloko Sethono o ne a tlhalosa fa go buisana le go tsaya ditshwetso mmogo mo lwapeng go le botlhokwa ka go itsa ditiragalo tsa kgokgontsho ya bong. A re kgokgontsho ya bong e santse e le kwa godimo mo lefatsheng leno mme seo se tlhokana le gore go itebagangwe le go tsibogela dikgang tsa yone kwa malwapeng le kwa ditirong, e le ka maiteko a go leka go e fokotsa. Mme Sethono o ne a bolela fa boikarabelo jwa ofisi ya bone e le go lomaganya le go fa bogakolodi tebang le dikgang tsa bong, ka jalo a gakolola makalana ka go farologana go ikgolaganya le bone ka go nna ba ba laletsa go tla go gasa efangele ya dikgang tsa bong. Fa a itebaganya le bomme, mogolwane o ne a ba gwetlha go ikemela ka dinao go bona gore ba tokafatsa matshelo a bone, go na le go ikaela thata mo go borre. Fa nankola maikaelelo a ipelelo letsatsi leo la bomme, modiri gotswa kwa ofising eo ya merero ya bong, Mme Tebogo Keakantse o ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa thata mo matshelong a batho ba lefatshe leno, bogolo jang bomme le bana ba basetsana. Mme Keakantse o tsweletse a re maikaelelo a letsatsi leo, ke go thusa batho go amogana megopolo le go sekaseka tse di fitlheletsweng e sale gotswa ka 1995, tebang le go nonontsha bomme mo go tsa itsholelo le mo go tseyeng ditshwetso. A re letsatsi leo le fa Batswana sebaka gape sa go tswa ka maano a kgatelopele le ka megopolo ya gore kgokgontsho e ka emisiwa jang. education 4 Balemi bangwe ba boitseme Mopalamente wa Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka a re puso e tshwentswe ke balemi ba ba sa tlhokomeleng masimo a bone ntswa go dirisiwa madi a mantsi go ba thusa go lema. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsetseng bosheng, Rre Ngaka a tlhalosa fa se, se folodisa maiteko a puso a gore balemi ba ntshe dijo tse di lekaneng go jesa lefatshe leno. O tsweletse a tlhalosa gape fa e tla a re mo ngwageng o o tlang wa temo, puso e seke e thuse balemi ba ba lemang ba gasa ka jaana go sena maduo. Mo go tse dingwe, Rre Ngaka o tlhagisitse banni ba motse oo ka manweenwee mangwe a a tsietsang baruakgomo fa ba reka dikgomo mo go bone. A re bareki bao gantsi ba tsaya dikgomo mo baruing mahala ba tlhalosa fa ba tla a ba duela fa ba sena go bona dipoelo ka go rekisa dinama tsa dikgomo tseo mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko kgotsa ba sokodise barui pele ga ba ba duela. O tlhalositse fa mo nakong eno, go tsile dipego di le masome a matlhano tsa barui ba ba tsieditsweng kwa ofising ya gagwe. A re bareki ba go nna jaana ba dirisa bogolo jang bannabagolo ka jaana ba itse fa ba ka se gane ka ntlha ya letlhoko la madi. O tsweletse a tlhalosa fa dikgosi di filwe dithata tsa go sekisa le go atlhola tshenyo ya leruo mo masimong. Rre Ngaka o boleletse banni fa go sena dipe ditumalano tsa go tsenya motlakase mo motseng wa bone ka jaana puso e santse e lwa le go tokafatsa tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno. A re e tla a re puso e sena go tokafatsa tlhaelo ya motlakase ke gone e tla sekasekang go gokela metse e e setseng. Rre Ngaka o tlhalositse jaana morago ga gore kgosi wa motse oo Rre Matausu Gaothuse a tlhalose fa basa bolo go lela ka letlhoko la motlakase mo motseng wa bone, a supa fa seo se dira gore motse wa gagwe o tlhabologe ka bonya. Kgosi Gaothuse o supile fa ba tshwentswe thata ke dikgomo tsa matimela tse di sasankang mo motseng wa gagwe ka jaana di baka tshenyo e ntsi kwa masimong ka nako ya temo. A re ba ikuela kgapetsa-kgapetsa kwa ofising ya ba lephata la matimela kwa Letlhakeng mme ba maoto a tshupa go phutha matimela ao. A re ntleng le go senya, dikgomo tseo jaanong di rotloetsa bogodu ka jaana dingwe tsa tsone di sa bolo go nna mo kgaolong eo mme di nonne e bile di ntsha pelo ka e bile di ronka ka marole a a sa tshwaiwang. Kgosi Gaothuse o bile a tlhalosa fa tanka ya metsi ya motse oo, e senyegetse ruri mme metsi a nna a tshologa fela, selo se a reng ke sone se okang dikgomo tseo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Direemang Kgolo ene o supile fa motse oo o lebogela diromamowa tse puso e di fileng bagolo mme a tlhalosa gape fa ba lebogela tshekatsheko ya ba ba tla a thusiwang mo lenaneong la nyeletso lehuma, ntswa a re e tsamaya ka bonya. A re bonya joo bo dirwa ke gore bodiredi jwa puso bo na le mathata a dipagamo. Le fa go ntse jalo, o ne a supa matshwenyego ka tsekatsheko ya ba-na-le-bogolo le ya bana ba dikhutsana, e a tlhalositseng fa ba tsaya lebaka go thusiwa. Mme Gaothuse a re o tshwenngwa ke mananeo a lephata la banana, a supa fa ofisi eo e tlhoka go dira go le gontsi ka jaana banana ba sa tlhaloganye pharologanyo mo mananeong a a fiwang ke ofisi eo bogolo jang le lesha la tirelo setshaba, le a supang fa le sokodisa bana ka jaana ba latela dituelo kgakala. O tlhalositse fa tshekatsheko ya ba ba ikopetseng mananeo mo ofising eo e tsaya lebaka Mma-banana wa kgaolo ya Takatokwane, Mme Refilwe Tlhobogang o tlhalositse fa lenaneo leo la tirelo setshaba le santse le na le makgwerenyana ka jaana le santse le le lesha. A re banana ba ba mo lenaneong leo ba buletswe dipolokelo kwa bankeng ya Barclays, e a reng e santse ele mo dipuisanong le ba Poso gore banana ba tle ba kgone go tseela madi a bone segautshwane mo diposong. O tsweletse a tlhalosa gape fa tlhaelo ya dikoloi e dira gore ba seka ba kgona go etela metse kgapetsa-kgapetsa mme a re tshekatsheko ya baikopedi e dirwa ke komiti e e bopilweng ka badirelapuso ba maphata a farologaneng, ka jalo ga ba kgone go kopana kgapetsa kgapetsa ka fa gongwe ba abo ba tshwaregile kwa maphateng a bone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Dikomiti tsa metse ke mmangmmang Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ke mokokotlo wa ditlhabololo le itsholelo ya lefatshe fa maloko a a tlhophilweng mo go tsone a ka dira sentle le maphata otlhe a puso go fitlhelela se ba se romilweng ke puso. Se, se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, fa a buisa phuthego ya maloko a dikomiti tsa ditlhabololo le dikgosi tsa kgaolo ya Mothamo e e akaretsang Moiyabana, Thabala, Mogorosi le Motshegaletau e e neng e tshwaretswe kwa Moiyabana bosheng. Mothusa tona a re komiti eo ke yone e eteletseng ditlhabololo tsa magae ka le dikomiti tse dingwe di ipega mo go yone mme go botlhokwa go tlhopha maloko a a nang le boikarabelo a tlotla tiro ya one a le tlhaga mo tsamaisong e bile a rata go tla mo diphuthegong nako le nako ba sa tle morago ga nako mo diphuthegong tsa bone. A re ke maikarabelo a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go ithuta ditsamaiso tsa ditirelo tsa bone ka go kopa bodirelapuso go tshwaragana le bone go ba tlhatlhelela ka melao ya lefatshe leno ka go le botlhokwa go e itse, mme ba ka bitsa ba ofisi ya ga molaodi le maphata a mangwe go ba kgothatsa go nna le boitsetsepelo go ntsha megopolo ka ba na le seabe mo tirong ya morafe. Mme Tshireletso a re dikomiti tseo bogologolo ba ne ba ipelafatsa gore ba ka direla metse ya bone eng se se molemo jaaka go agela badirelapuso matlo go direla bana meletlo le gone go bitsa diphuthego go abelana maele. O ba kopile go itse ka mananeo a nyeletso lehuma mo metseng ya bone a tlatsa ka gore ke bone ba itseng batho ba metse ya bone mme ba ka thusa ba boipelego go bona batlhoki ba-na-le-bogole le bana ba masiela. Mothusa tona o tlanyatlanyeditse batsena phuthego eo ka maitlamo a puso go tlhokomela ba-na-le-bogole ba ba sa itireleng sepe ka P300-00 le dijo tse di lekanang le tsa motlhoki kgotsa masiela, a re ba tshwenyegile ka go na le batsofe mme bangwe ba malapa ba ba bitsa ba-na-le-bogole a tlhalosa gore motho fa a setse a godile ga se bogole ke botsofe. O ba gakolotse ka melawana mengwe e e ba amang jaaka go nna le dibuka tse ba kwalelang mo go tsone ka tsa madi gore fa di dupiwa tiro ya bone e nne e e tlhalosegang, a re go botlhokwa go baya madi kwa mabolokelong, le go rerisa morafe ka tiro ya bone mo dikgweding tse tharo dingwe le dingwe. politics 7 Tona o kgothatsa beng ba masimo go a dirisa Tona ya tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia, o kopile balemi barui bangwe ba ba sa diriseng masimo a bone go a adima kgotsa go hirisetsa ba ba senang masimo gore ba leme ba ntshe dijo. Rre Ralotsia yo ebileng gape e le mopalamente wa Kanye Bokone, o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Gooraseno le Kebuang ka Mosupologo (Phalane a le lesome). O boletse fa masimo ka bontsi a tlhogile ditlhare a sa dirisiwe mme batho ba bangwe ba sena masimo ba batla go lema. A re puso e thapolotse letsogo ka go thusa ka mananeo a temo-thuo mme batho bangwe ba ntse moriti o tsididi fela ba sa leme, selo se a reng re tlama lefatshe leno go kopa dijo kwa mafatsheng a mangwe. O rotloeditse balemi go ipopa ditlhopha kwa masimong a bone gore puso e ba thuse go ba epela didiba le go agelela masimo. A re fa ba phunyeditswe didiba, ba ka nwa metsi segautshwaneba bo ba nosetsa masimo fa pula e le boutsana. A re masimo a fetogile mafelo a dirukutlhi di iphitlhang teng, le go oka diphologolo tse di senyang mo masimong. O boleletse banni ba dikgotla tseo go tlhokomela masimo a bone fa ba sena go lema, a bolela fa bangwe ba lema ba bo ba tlogela masimo a sa tlhokomelwe ba ya go bereka Ipelegeng. A re ba tsile go tsaya maina a batho ba ba phuagantseng masimo morago ga go lema mme ka nako ya dithuso ba bo ba sa thusiwe ka sepe. O kopile gape gore beng ba leruo le bone ba le tlhokomele gore le seka la senyetsa batho. Rre Ralotsia o boletse fa puso e ntsha madi a mantsi go thusa ka mananeo a temo-thuo jaaka go ntsha dipeo mahala, ISPAAD le tse dingwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, o buile ka go tswalwa ga moepo wa BCL kwa Selebi Phikwe gore ke kgwetlho mo Batswaneng ka gore ba tsile go latlhegelwa ke mebereko. O boletse fa moepo o ntse o na le mathata o sa tsenye sepe mo itsholelong. O buile gape ka molao-kakanyetso wa go oketsa matona le bathusi ba bone le go fetola maina a maphata. O lebogetse boipuso ja masome a matlhano bo jelwe sentle go sena dibelebejane. Le fa gontse jalo ba Kebuang ba ngongoregile ka khampjhani e e duelang bagodi, ba bolela fa e sa ba duele sentle ebile ba gaisiwa ke poso. Ba gooRaseno ba boletse fa badiri ba Ipelegeng ba sa dire tiro ya bone jaaka go solofetswe. society 9 Setshaba se tlhoka kitso ka botlalo - Batshu Tona wa lephata la pereko le selegae e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, a re jaaka e le batlhokomedi ba setshaba, ke boikarabelo jwa bone go netefatsa gore se nna le kitso ka botlalo ka ditsamaiso le ditirelo tsa maphata ka go farologana. Tona Batshu o ne a bua se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa motseng wa Letlhakeng jaaka fa a ne a lekodisa batho ba motse oo ka ditirelo dingwe tse di fitlhelwang mo lephateng la gagwe di akaretsa kwadiso ya Omang, manyalo, dintsho le tsa pereko. A re modisa yo o molemo ke yo o tlhaloganyang e bile a itse gore letsomane la gagwe le tlhoka go lekolwa nako le nako, a bolela fa go le matshwanedi gore gangwe le gape ba iponatse kwa setshabeng go supa fa ba le kemedi ya popota. O tlhalositse go re go molemo go lekodisana le setshaba ka tsa lefatshe la bone go lebilwe phitlhelelo kwa tebelopeleng ya setshaba ya ngwaga wa 2016, a bolela fa sone setshaba e le seipone sa tsotlhe tse di diragalang ka jalo go le botlhokwa go tswelelwa go nna le morero le sone. Rre Batshu o tlhalositse fa kgang ya botlhokwa e le go itse go tswa mo setshabeng fa ba akola ditirelo tsa lephata ka fa go tshwanetseng ka teng le gore fa go sa nna jalo matsapa di a tsaya kae le gore bothata joo ba ka rarabololwa jang. A re lefatshe leno le agetswe mo leduleng le thokgamo le melao e e nonofileng tse di melediwang mathe ke baditshaba, mme ke gore seo go netefatswe gore se tswelela sentse fela jalo ntle le go kgotlelwa kgotsa go senngwa. Fa a ama tsa pereko, tona Batshu o boletse fa go lemotshegile gore batho ga ba a tlotla thata go dira ditumalano tse di tsepameng pele ba ka tsena mo go tsa khiro, a bolela fa go dira tumamalano e le jone bommantswitswidi mo go tsa mohiri le mohiriwa ka e kgona go hema dikgang di akaretsa bo go jewa ntsoma ga yo mongwe. O gakolotse gape fa go le botlhokwa gore go ithutwe go be go tlhaloganngwe ka botlalo ka molao oo o amang tsa pereko go itsa dikgogakgogano tse di ka nnang teng. Ba boleletse tona fa kgaolo eo e atlhame ka metse e tshwana le ya bo Motokwe, Tsetseng, Diphuduhudu le e mengwe e tsaya dithuso kwa Letlhakeng mme go tlhaela ga boranyane mo go ba bakela ditshenyegelo tse di kwa godimo ka go pateletsa banni ba metse eo go boa kgapetsa kgapetsa ba palama ka madi go ya Letlhakeng mme fela ba tswa ba sa thusega. Bokhutlo politics 7 Mopalamente o lekola kgaolo Banni ba metse ya Lentswelemoriti le Motlhabaneng mo kgaolong ya botlhophi ya Bobonong ba lekodisitswe ka thulaganyo e ntsha e e tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang. Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi o lekodisitse banni fa mo palamenteng e e sa tswang go tswalwa, mapalamente a dumalane gore go fetolwe molao wa ditlhopho gore go dirisiwe motshini mo boemong ja dipampiri. Rre Kgathi a re fa e sa le lefatshe le ipusa go ntse go dirisiwa methale ya go tlhopha e akaretsa ditalama tsa diphathi mme ga fetogelwe kwa go ya pampiri (ballot paper) mme tse tsotlhe di na le dikgwetlho tsa tsone. A re tlhopho ya pampiri e na le ditlamorago tsa yone a supa fa go tsaya nako batlhophi ba eme mo meleng sebaka, maduo le one a tswa morago ga nako selo se a reng ga se a siamela puso ya batho ka batho. Mochine oo a re o bofefo e bile batlhophi ga ba ka ke ba tsaya sebaka se se leele ba emetse maduo. Rre Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo a re mochine oo o tlaa bo o na le dikano tsa diphathi tsa sepolotiki e bile ikwadiso e tlaa nna gangwe fela ga go kitla go nna le ya tlaleletso. O kopile banni ba metse eo gore ba akofe ba ikwadisetse ditlhopho fa ba lephata le le tsamaisang ditlhopho ba ntsha malatsi a ikwadiso. Mopalamente a re mo molaong oo wa tsamaiso ditlhopho motlhophi bogolo jang banalebogole ba gololesegile go tla le motho yo ba mo tshephang yo o ka ba thusang go tlhopha ka gore mo tlhophong ya pele go ne go na le dikgang tsa tsietso. O supile fa buka ya maina otlhe a ba ba ikwadisitseng a tlaa ntshiwa ka letsatsi la ditlhopho ka go lemogilwe fa mangwe mapolotiki ba utswa batlhophi kwa dikgaolong tse dingwe gore ba fenye mme gape a tlhalosa fa megala ya letlheka e tla bo e sa letlelelwe ka bangwe ba tsaya ditshwantso tsa tlhpho ka yone. Rre Kgathi o ba lekodisitse fa gape palamente e dumetse gore palo ya matona a maphatla e okediwe ka bobedi go nna lesome le boferabobedi go tswa kwa go lesome le borataro le go oketsa bathusa tona go tswa mo go boferabobedi go ya go lesome. A re se se dirwa ka gore maphata mangwe a mabogodika mme se e le go leka go isa ditlamelo mme a re gore mang o nna tona kgotsa mothusa tona ke tshwetso ya ga Tautona. Rre Kgathi o ne gape a lekodisa banni ba Lentswelemoriti le Moletemane gore ba lephata la matlhoko a leruo ba ntshitse manyena a dikgomo a le 100 000 go tsenngwa mo dikgomong tsa kgaolo ya Zone 7. Manyena a a re ke a kgaolo ya Zone 7 mme ga a letlelelwe go dirisiwa kwa ntle ga kgaolo e e sa ntseng e kentelwa bolwetse ja tlhako le molomo mme a kopa barui go tsenya dikgomo tsa bone manyena. politics 7 Dikoloti o rotloetsa temo-thuo Tona wa Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Dr Edwin Dikoloti o rotloeditse balemi-barui ba Dikgame-Tse-Ntle Agricultural Management Association go dirisa masimo a bone. Fa a bua kwa ditshupegetsong tsa go tlhabolola masimo ka go ntsha ditlhare (sekgwa), Dr Dikoloti o supile fa bolwetse ja COVID-19 bo bontshitse fa Batswana ba sena dikhumo tsa boswa, (generational wealth). A re go a itumedisa go bona dikeletso tsa puso tsa go bona Batswana ba dirisa lefatshe go dira dijo di diragala. A re keletso le tumalano ya lephata la gagwe ke go senkela setlhopha sa Dikgame-Tse-Ntle mmaraka, tsholofelo e le gore ba dirise lefatshe la bone ngwaga o otlhe, e seka ya nna tiro ya dipaka. “Re eletsa go godisa re be re oketsa temo ya nosetso, mme e seka ya nna puo ya molomo fela, re nneng le tumalano re itlame re le balemi-barui,” tona a kgothatsa. A re dipalo di supa fa Botswana a ntsha temo ya 500kg ka ekere (ha) boemong jwa go ntsha 2 tonnes ka hekere, a tlatsa ka gore madi a puso e a ntshang a tlama gore nkabo re goroga ko go 2 tonnes ka ekere. Dr Dikoloti o ne a kopa Batswana gore ba seka ba rekisa masimo, a bolela fa go le botlhokwa gore ditlamelo tse dingwe, jaaka motlakase le ditsela tsa sekontere, di dirwe, mme go ka itumedisa fa balemi-barui ba ka ema ka dinao go thusa puso mokgoleo o. A re keletso ya lephata la gagwe go yeng pele ke go nna le balemisi ba ba itebagantseng le ditlhopha tsa balemi-barui, gore tiro e kgone go dirwa ka manontlhotlho. A re o ne a ile China ngogola, mme o bone maranyane a a kgatlhisang a go lema rice le dijalo tse dingwe go sa diriswe metsi a mantsi, jaanong o eletsa go a tsisa mono gae. Fa a tswa la gagwe, Rre Kwenantle Gaseitsiwe, yo e leng mogakolodi wa lenaneo la ISPAAD, a re keletso ya puso ke go bona lenaneo leo, le le nang le dingwaga di le lesome le thusa Batswana, le nna le dipoelo tse di nametsang. Rre Gaseitsiwe a re go lemosegile fa masimo a Batswana a a ageletsweng ka lenaneo la diterata la ISPAAD, e le dikgwa mo teng, a tlatsa ka go re, “Mo masimong a le lekgolo a a ageletsweng ka lenaneo le la ditlhopha, a le lesome fela ke one a dirisediwang go lema”. A re go tlhophilwe ditlhopha tsa diterata tse tlhano Botswana otlhe, e bong kwa Masunga, Leshibitse, Ko-mokwena, Borolong le Mookane. Rre Gaseitsiwe a re go lemosegile gape fa go tlhokafala gore masimo a a ageletsweng a segwe sesha ka mo bogompienong a sa nyalane sentle, ka mangwe a lebile ntlheng e sele. “Mo Dikgame-Tse-Ntle re batla gore mo dikgweding tse pedi re bo re feditse go ntsha ditlhare, masimo a bo a ka dirisiwa,” ga rialo Rre Gaseitsiwe. A re ba tshotlha setlhare ka didirisiwa ba bo ba se busetsa mo mmung go busetsa menontshane. Kgosi Mooketsi Kgotlele a re masimo a Dikgame-Tse-Ntle otlhe a dira diekere tse 534, mme botlhe ka palo ba 44. A re setlhopha se ne sa bopiwa ka 2011, fa ka 2016 ba ne ba epelwa sediba ke puso, a tlatsa ka go re ‘puso e re file terata, re na le sediba, jaanong go mo go rona balemi-barui go dirisa masimo a’. Kgosi Kgotlele o ne a wetsa ka go kopa le go kgothatsa banana go tsena mo temo-thuong. economy_business_and_finance 3 Kgosi Tsiane o rotloetsa boipelelgo Kgosi Motsiele Tsiane wa motse wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng a re puso e dirile maiteko a le mantsi go leka go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a a farologanyeng mme jaanong go saletse bone go ikemela ka dinao ka go tlhagafalela mananeo ao gore a ba tswele mosola. Fa a bua mo phuthegong kwa kgotleng ya motse, morago ga go bolotsa letsema, Kgosi Tsiane o gakolotse banni ba motse wa gagwe go itse fa mokoduwe go tsoswa o o itekang, ka jalo ba sa tshwanela go baya fela mo goreng puso e tlaa ba direla tsotlhe; a supa fa le yone e imelwa. A re ntswa puso e dirile go le gontsi go inola Batswana mo lehumeng go itshupile fa bangwe ba sa ntse ba balelwa mo batlhoking, ka ntlha ya boitseme le gone go sa dira ka natla fa ba abetswe dithuso, a supa fa mananeo a tshwana le la temo-thuo la ISPAAD a dira sentle thata e bile a ka thusa Batswana fa ba ka a dirisa ka fa tshwanelong. A re go nna le mowa wa go itirela ke konokono, ka go ka nyeletsa lehuma motlhofo mo Batswaneng ga ba ga fokotsa dipalo tsa batlhoki mo lefatsheng leno. O boletse fa go ngomola pelo go bona Batswana ba tsweletse ka go kwadisiwa mo botlhoking ka dipalo tse dintsi ntswa ba kgona go itirela ka diatla segolo jang ka puso e otlolotse letsogo go ba thusa. Fa a itebaganya le dikgang tsa temo, Kgosi Tsiane o gakolotse morafe wa gagwe go ya go tlhabolola masimo gore ba ye go lema, mme le fa go ntse jalo, a re o tshwenyegile thata ka selelo sa balemi sa ngwaga le ngwaga ka leruo le le tlogelwang le saila kwa masimong ka nako ya temo. Kgosi Tsiane a re dikgang tsa tshenyo ya leruo di ile magoletsa fela thata kwa motseng wa gagwe mme a supa fa e tlaa re mo pakeng e e tlang ya temo a gagamaletse beng ba leruo le le senyetsang balemi dikatlholo gore ba itharabologelwe. A re go a tshwenya gore e re puso e leka go tokafatsa matshelo a Batswana ka lenaneo le tshwana le la ISPAAD, bangwe ba bo ba tsweletse ka go folodisa maiteko ao ka ntlha ya boitseme jwa go palelwa ke go disa leruo la bone. Kgosi Tsiane a re bangwe ba e leng balemi-barui ba atisitse gore morago ga go bolodiwa ga letsema ba bo ba fudusetsa meraka ya leruo kwa masimong, mme ba ye go ruela teng, selo se a reng se baka gore go nne le tshenyo e ntsi. O ne a ba kaela go farologanya masimo le meraka. Kgosi o ne gape a kopa morafe wa gagwe go tsosolosa ngwao ka go tshegetsa mekete ya go ipelela thobo le gone go rapelela pula le go tsena diphuthego tsa go bolotsa letsema. BOKHUTLO politics 7 Bagodi ba tlhoka go dibelwa Batsadi ba botlhokwa fela thata mo botshelong jwa bana ka jaana e le bone bakaedi ba setshaba. E rile a bua mo moletlong wa go abela mokgatlho wa Re Fa Ka Bone Caring Centre dimpho tsa keresemose kwa Ramotswa ka Labotlhano, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la ga Malete, Rre Equator Makhura a bolela fa motsadi e le motho yo o lerato e bile a tshwanetse go sireletsa ngwana mo kgolong ya gagwe ka jalo a re go botlhokwa gore bagolo ba fiwe lorato le go ba dibela mo masuleng a ba ka kopanang le one nako tsotlhe. A re lekgotla la kabo ditsha la ga Malete ga le farologane gope le morafe ke ka moo le boneng go le botlhokwa go abela mokgatlho o o tlhokomelang bagolo oo dimpho. O tsweletse a tlhalosa fa tiro eo e se ya ntlha e dirwa ke lekgotla leo a bolela fa ba agetse batlhoki ba le babedi matlo kwa Ramotswa le Otse bosheng mme a re ba ya go aba gape le kwa Moshupa le Struizendam. Rre Makhura a re se ke maiteko a lekgotla leo a go aga botsalano le morafe a supa fa ba kgothadiwa ke molaetsa o o tswang mo baebeleng o o reng go sego letsogo le le abang. A re gape baebele e tshwanetse go nna seikokotlelo sa mongwe le mongwe ka jaana e fa bokaedi jwa gore motho o ka tshela jang le ba a nnang le bone. Fa a ntsha la gagwe, Rre Daddy Mogorosi o gwetlhile modulasetilo wa mokgatlho oo go isa kopo ya bone ya setsha kwa Malete Land board ka jaana go tlhoka setsha go ba amoga dithuso go tswa kwa makgotleng a a farologaneng. A re maiteko a mokgatlho o a go tlhokomela bagolo a tla itaya sefololetse fa beng ba setsha se mokgatlho o direlang mo go sone ba se batla. Rre Mogorosi a re o eletsa go bona mokgatlho o, o ikopela dithuso tsa madi a go batla go aga o sena go fiwa setsha se eleng sa one eseng se ba se hirisitseng. O boile gape a gwetlha batsadi gore ba buisane le bana gore ba fokotse go rekisa ditsha ka gonne lefatshe ele boswa jwa sennela ruri. Moemedi wa mokgatlho oo, Mme Akanyang Mokwena a re nngwe ya dikgwetlho tse ba nang le tsone ke go tlhoka koloi e e tsayang bagolo e ba isa kwa ba tlhokomelelwang teng le go ba busetsa kwa malwapeng a bone. A re mangwe a maikemisetso a bone ke go sidila batsadi maikutlo le go fokotsa maina a a dirisiwang go kgoba ba-na-le-bogole. O tsweletse a re go botlhokwa go tlhokomela bagolo ka jaana ditshegofatso tsa mongwe le mongwe di le mo go bone. O tlhalositse fa mokgatlho o o setse o dirile kopo ya setsha e e supileng fa e ne ya bewa monwana ke kgosikgolo ya Balete mme ba santse ba letetse karabo go tswa kwa ofising ya kabo ditsha ya ga Malete.BOKHUTLO education 4 Kgosi wa Tati Siding o tshwenngwa ke borukutlhi Kgosi ya motse wa Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng o buile a sa kgwe mathe ka borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa gagwe. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tse di tshwenyang mo motseng wa gagwe e le tsa bogodu jwa leruo ga mmogo le go thapiwa ga batswakwa go sa salwa tsamaiso morago. Kgosi a re se se botlhoko le go feta ke letlhoko la dikoloi, le a supileng fa le kgoreletsa maiteko a ba sepodise a go lwantsha borukutlhi. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Nkgageng o ne a kgala mokgwa wa bangongoregi bangwe go tsholola dikgetse morago ga go go di begela ba molao. A re ba bosekisi ba dirisa nako e ntsi go tlhotlhomisa dikgang tse ba di amogelang, mme go tshwenya gore e re fa ditsheko di tshwanetse go tsena bangongoregi ba bo ba di tsholola kana ba tsena ka lenga la seloko. O boletse fa seemo se se tshwenyang se, se tshwanetse sa tsibogelwa ka jaana se itsa ba molao go dira tiro ya bone ka fa tshwanelong. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 DPSM e golola badirela puso Lephata la phiro ya badirela puso la DPSM le bolela fa badirela puso ba tlaa tsoga ba rebolwa go sa le nako, go ba fa sebaka sa go tsaya mesepele ya go ya ditlhophong tsa setshaba. Mookamela lephata la phiro ya badirela puso, Rre Carter Morupisi o boletse gore badirela puso ba tlaa gololwa mo tirong go simologa ka nako ya lesome le bobedi kamoso ka Labone kgwedi eno e le masome mabedi le boraro, gore ba kgone go tsamaela kwa ba yang go tlhophela teng. Le fa go ntse jalo baokamedi ba mapahta a mmuso ba kopiwa go ela tlhoko gore go sala badiredi ba ba tlaa tsweledisang ditirelo tsa setshaba. politics 7 Baithuti ba leboga lephata la thuto Baithuti ba ba buseditsweng mo sekoleng go boelela mophato wa botlhano ba lebogile lephata la thuto le tlhabololo dikitso go bo le bone go le mosola go ba busetsa sekoleng go tsweledisa dithuto tsa bone. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Shakawe, Rre Gaodirelwe Dineo, o tlhalositse fa ba sa dira sentle mo mophatong wa botlhano ngogola ka ba sa simolola sentle mophato wa ntlha go fitlha ka wa boraro. Moithuti yo, o supile fa ka 2009 ba simolotse dithuto tsa bone tsa mophato wa ntlha kwa Seronga, mme ka 2010 ba fudusediwa kwa sekolong sa Gowa JSS go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa bobedi le boraro, selo se a kaileng se amile dithuto tsa bone fela thata. O tsweletse a supa fa e rile ba tshwanetse go ya go simolola mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe ba bolelwa fa se sa fela ka jalo ba isiwa kwa go se segolwane sa Maun. Rre Dineo o supile fa nako yotlhe e ba e tsereng kwa Maun, ba sa kgona go ithuta sentle ka gone gole mosuke e bile go nale tlhaelo ya barutabana le matlo a borutelo, mme seo se ne sa ba baya ka fa mosing.Rre Dineo a re e rile 2013 a fela, ba fudusediwa kwa Shakawe go feleletsa lekwalo la bone, e bile ba kgonne go kwala makgaolakgang gone koo fela ba tlhoka go dira sentle ka jalo sekole seo sa nna sengwe sa dikole tse di sa dirang sentle mo lefatsheng la Botswana mo dithutong tsa BGCSE. Moithuti yo, o supile fa maduo a bone a ba utlwisitse botlhoko fela thata gonne thuto e le yone konokono mo matshelong a bone, ka jalo a re o leboga thata lephata la thuto mo boemong jwa bana botlhe ba ba buseditsweng go ya go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa botlhano. A re o ikaelela go dira ka natla go feta fa a dirileng ka teng ngwaga oo fetileng go leka go tokafatsa maduo a gagwe. O gakolotse banana go tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo le go e ikgapha mo dilong tse di ka ba kgoreletsang go ithuta. BOKHUTLO education 4 Moleta o solofetsa Manyana poso Banni ba Manyana ba solofeditswe poso pele ga ngwaga ono o ya fifing. Tsholofetso e, e ntshitswe ke mogolwane wa diposo, Rre Pele Moleta kwa moletlong wa dikgafela kwa Manyana bosheng. O ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke go baakanya le go oketsa poso ya Manyana ka ba lemogile fa banni ba latela ditirelo di tshwana le dikamogelo tsa bagodi kgakala. Rre Moleta a re puso e tsere tshwetso ya go kopanya poso, Botswana Savings le Botswana Couriers e le tsela nngwe ya go tokafaletsa Batswana ditirelo le go di fefosa, bogolo jang dituelo tsa bagodi. O rotloeditse banni gore ba dirise poso ka go romela madi le go a baya gonne seo seka tokafatsa ditirelo tsa yone. A ba kopile gore ba dirise poso thata ba bo ba reke matlole ba seka ba ipolelela gore ba tla a dirisa ya kwa kgosing ka se se ka tla sa kgoba ba diposo marapo. Rre Moleta o kopile bagodi ba ba iseng ba ikwadisetse dikarata tsa dikamogelo go ya go ikwadisa, gonne a re karata e e mosola ka jaana mogodi a ka kgona go baya madi mo go yone kgwedi tse thataro mme a sa mo latlhegele e bile a sa kake a busiwa. A re gape mogodi o ka kgona go reka ka yone mo mabenkeleng mangwe gammogo le go reka motlakase. Fa a latlhela la gagwe modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang a re o letsa gore metse yotlhe e metona ya kgaolo ya borwa e keteke letsatsi la ngwao jaaka go dirwa kwa Manyana. Rre Tlhomelang a re go ka solegela morafe mosola fela thata fa tsamaiso ya ngwao e ka fetolelwa mo bojanaleng jaaka ele keletso ya kgosi ya Manyana. O lebogile ba diposo go atametsa ditirelo kwa bathong bogolo jang bagodi. E rile a amogela baeng, Kgosi Mosielele a tlhalosa gore mo nakong tse di fetileng batho ba ne ba sa kgone go ipelela ngwao ya bone ba sosologile ka bangwe ba ne ba tsena toronko fa ba dira jalo mme mo nakong eno ga go a nna jalo. Kgosi Kebinatshwene Mosielele a re Bahurutshe ba ikagetse motlobo wa dibuka, tshingwana e bile ba na le marekisetso a chibuku, dilo tse di ba tsenyetsang madi gore ba kgone go Mokhanselara, Rre Peter Sethibe o lebogile ba diposo ka ba solofetsa fa ba tla a thusa motse wa Manyana ka poso gonne a re banni ba ga ba bolo go sokola ka lobaka lo lo leele mme a ba kopa go dirisa poso ka botswerere . Moletlo o, o ne o tshwerwe ka moono o o reng, ‘go fetolela tsamaiso ya ngwao ya dikgafela mo bojanaleng’. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Tshwaragano o batla ditlhabololo Banni ba kgotla ya Tshwaragano kwa Francistown ba lela ka tlhaelo ya ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Ba buile seo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamante wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi ka Mosupologo. Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego eo, Rre Boitshwarelo Modise o gateletse kgang ya tlhaelo ya ditlhabololo, a kaya fa ba sena leobo la kgotla. Rre Modise a re ba sa le ba kopile leobo la kgotla, nako kgolo ke eno, a tlatsa ka gore le fa e le dipone tsa mekgwatha ga di bereke, le fa dingwe di tsentswe ga di tshube. A re toropo e lefifi, le fa go ntse jalo o ne a kopa thuso kwa khanseleng, ka jalo motse wa bone o fetogile boremelelo jwa dirukutlhi. O tlhalositse gape gore ditsela di ntse dikhutikhuti fela, a kopa gore batsayakarolo ba fefose go busetsa ditsela mo seemong. Rre Modise o kopile gore ba agelwe sekole se sebotlana, a re ba setse ba na le dikole tse pedi tse di tona, Botho le ABM ka jalo a supa se ba letla go nna le sekole se sebotlana. Rre Paul Setimela fa a tswa la gagwe a re go na le kereke nngwe e e ba tsosetsang modumo ka jalo a kopa mapodisi go bona gore a kereke eo e ka fa molaong. Rre Otsogile Mokgethi o tlhalositse gore borukutlhi ja go rekisa di CD tse di seng ka fa molaong, bo atile thata kwa mapalamelong a dibese, a kopa mapodisi go tseela batho ba go nna jalo dikgato. A re batho ba ba dirang jalo ba isa maiteko a badiragatsi kwa tlase, ga mmogo le gone go gopela itsholelo ya lefatshe leno. Fa a araba mangwe matshwenyego a bone, Constable Maria Boseja o tlhalositse fa twantsho borukutlhi e le ya bone botlhe. Constable Boseja o kopile banni go tsena diphuthego tsa twantsho borukutlhi tse di buisiwang ke sepodisi, a tlatsa ka gore dikgang tsa twantsho borukutlhi ga di a tshwanela go emela mopalamente. O kopile gore fa motho a ka utlwa CD ya gagwe e letswa kwa bokaekae a lome mapodisi tsebe gore dikgang tsa go nna jalo di latedisiwe mme batho ba tseelwe dikgato tse di maleba. Constable Boseja o kopile setshaba go tshwaraganela dikgang tsa twantsho borukutlhi mmogo a re ga ba kake ba kgona ba le bosi. Mopalamente Mmolotsi o tlhalositse fa dikgang dingwe tsa ditlhabololo di tshwana kago ya leobo la kgotla di tlhoka go tshwaraganelwa, ka go ema ka dinao batho ba itirela. Rre Mmolotsi a re o tlaa ba ema nokeng ka dinako tsotlhe fa ba batla thuso, a tlatsa ka gore kgang e kgolo ke mowa wa boipelego. A re kgang ya dipone tse di mo mekgwatheng tse di sa tshubeng o tlaa di kopanya ke kompone ya metlakase go bona gore go diragala eng. A re dipone tse di tsentsweng mme di sa tshube, o tlaa ikopanya le khansele gore di potlakelwe,le fa go ntse jalo Rre Mmolotsi o boletse gore puso ga e a ikemisetsa go ba agela sekole se sebotlana mo nakong ya gompieno, lebaka e le gore dipalo ga di letle, mme ba tlaa thusiwa mo tsamaong ya nako. BOKHUTLO politics 7 Seporofiti se latlhegetswe ke boleng-Jakoba Leloko la komiti e tona ya dikereke tsa semowa la Organisation of African Instituted Churches (OAIC), Arch-Bishop Sekai Jakoba o kopile baporofiti go ema ka dinao go busetsa boleng jwa kereke le seporofiti mo tseleng. Moruti Jakoba o buile mafoko a kwa phuthegong ya bagolwane le baporofiti ba dikereke tsa semoya kwa Mahalapye ka mafelo a beke. O ne a tlhalosa gore baporofiti ka bontsi ba senyegile leina ga mmogo le dikereke tsa semoya ntateng ya seporofiti se se sa tshwarweng sentle. A re seporofiti se setse se sena boleng ka jaana mongwe le mongwe bogolo jang banana ba re ke baporofiti mme ba tsietsa batho. A re nako e fitlhile ya gore ba eme ka dinao mme ba simolole go itshekatsheka go bona gore ba busetsa seporofiti mo tseleng ka go leba kwa se tswang teng le go kopa dikgakololo mo baporofiting ba pele. Moruti Jakoba a re mo dinakong tsa gompieno batho ga ba sa tlhole ba na le tshepho mo seporofiting ka jaana bangwe bogolo jang basha ba ipitsa baporofiti mme sa bone e le go amoga batho di tsa bone. O ne a kopa gore dikereke tsa semowa go ema ka dinao ba bona gore ba kopa dithapelo kwa Modimong go ba fa lesedi gore ba busetse seporofiti kwa se tlholegileng se le teng, a tlatsa ka gore seporofiti ke mpho ya Modimo mme e tshwanetse go sekegelwa tsebe ya ba ya tshwarwa sentle. O ne a gakolola gape gore malwetse a mantsi mo nakong ya gompieno mme ba ka bo ba ema ka dinao ba nna le seabe go bona gore ba thusana le puso jang gore malwetse a a fela, kgotsa a bone kalafi. O ne a ba kopa gape go tshwaragana go bona gore ba busetsa jang seporofiti sa nnete mo boleng jwa sone, ka e le neo e e tswang kwa Modimong. Ka jalo o ne a kopa baporofiti ba dikereke tsa semowa go ya bokopanong ba kopane le baeteledipele ba dikereke tsa bone kgwedi e e tlang e tlhola malatsi a le matlhano kwa Palapye go bona gore ba ka gatela pele jang. Fa ba mo kgwa dikgaba, ba ba neng ba tsene phuthego eo ba ne ba galaletsa mafoko a ga Moruti Jakoba gore ba tshwanetse go ema ka dinao go busetsa neo eo ya Modimo mo boleng jwa yone le go busetsa kereke kwa e tlholegileng e itsege ka teng. Le bone fela jalo, ba ne ba dumela fa seporofiti se dule mo tseleng, mme se tshwanetse go busetswa mo boleng jwa sone ka e le mpho ya Modimo mme e bile se tshwanetse go tshwarwa sentle gore batho le puso ba tle ba ba tshephe. Bokhutlo religion_and_belief 8 Toto o kgala go bipa mpa ka mabele Kgosi David Toto II wa Tsabong o kgadile a sa kgwe mathe banni ba ba bipang mpa ka mabele dikgang tsa tsenyetso setshaba. O buile jalo kwa thutong puisanyo ee neng e rulagantswe ke khansele ya Kgalagadi kwa Tsabong bosheng. A re banni ba tshwanetse go tshwaragana le maphata a puso go lwantsha tshenyetso setshaba. O ba rotloeditse go tlhaba mokgosi fa ba lemoga sepe fela se se fatlhang. Kgosi Toto II a re tshenyetso setshaba e ka phutlhamisa itsholelo ya lefatshe ya bo ya baya ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditirelo tsa puso ka fa mosing. Ka jalo, go botlhokwa gore ope yo o tsenang mo komiting ya twantsho tshenyetso setshaba a bo a itshekile mo mekgweng ya gagwe mme ebile a tshephagala. A re bangwe ba ba mo dikomiting tseo ba na le go bipa mpa ka mabele mme seo se dira gore ba nne le seabe mo tshenyetsong setshaba. Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Origin Nthubu, o tlhalositse fa puso e dira ditogamaano e bo e ntsha ditlamelo gore ditirelo le mananeo a goroge kwa Batswaneng, ka jalo go botlhokwa gore ditlamelo tseo di goroge. A re tshenyetso setshaba e ka kgoreletsa gore seo se kgonagale ka jaanong meamuso e tlaabo e dirisiwa mo go se se sa lebanang. A re bangwe ba fiwa ditiro tsa puso, lentswa go sa lebana mme seo se ka itsa gore ditirelo di goroge sentle kwa Batswaneng. O ne a tlhalosa gore bangwe ba fiwa ditiro tseo ka madi a a kwa godimo fela thata. Rre Nthubu a re bangwe ba akola mananeo lentswa a ne a sa ba lebana jaaka dijo tsa batlhoki, selo se a reng ke tshenyetso setshaba ka gore madi ao a ka bo a dirisitswe mo go tse dingwe go tlhabolola lefatshe. O ne a kopa banni ba Tsabong gore ba letse phala fa ba ka belaela sengwe kana ba bona tshenyetso setshaba e diragala, a supa fa go le botlhokwa go nna podi matseba nako le nako. A re fa tshenyetso setshaba e ka lesiwa go jwelelela lefatshe le ka iphitlhela le gatile mosima wa phika ka marago. “Mafatshe mangwe a ne a letlelela gore mowa o wa tshenyetso setshaba o gole jaanong go thata mo e leng gore motho o tsoga a sa itse kwa a ka bonang sejo sa letsatsi teng.” Rre Benjamin Kabomo wa khansele ya Kgalagadi o tlhalositse gore tshenyetso setshaba ke bolwetsi jo bo tshwanetseng go potlakelwa. A re e dirwa ke batho ba ba pelo tshetlha, boeteledipele jo bo reketlang le ba ba dumelang go amogela pipa molomo. O ne a gakolola banni gore ba emise go abela baberiki ba puso dipodi gore batle ba fiwe mananeo. Rre Thuso Modi ene o ngongoregetse go abiwa ga ditirelo tsa puso ke ba khansele. A re selo seo se ba baya ka fa mosing e le bagwebi ka gore ditirelo di neelwa bagwebi ba le bangwefela. Rre Tshipietsile Mothelesi o ne a lebogela maiteko a khansele a go bitsa bokopano joo ka e le lantlha go diragala kwa motsing oo. O boditse gore go tla jang gore beng ba dikonteraka ba bitse madi a mantsi go dira ditiro tsa puso lentswa kwa mmarakeng ditlhwatlhwa tsa ditirelo tseo di le kwa tlase. A re seo ke tshenyetso setshaba mme ebile se tshwanetse go emisiwa. O ngongoregetse gore khansele ya Kgalagadi e reka mediro ya dikoloi tse disha ngwaga le ngwaga. A tlhalosa gore fa dikoloi tseo di santse di siame di a rekisiwa ka palabalo. Kgosi Piet Kartze ene a re go botlhokwa gore fa setschaba se letsa phala se bo se sireletsegile. A re bontsi jwa bosupi bo latlhiwa ke bone ba ba begelwang dikgang. Ka jalo batlhotlhomisi ba tshwanetse go sireletsa bosupi gore boammaruri bo diragadiwe. A re go na le dikgang tse di begwang mme di felela fela mo phefong. Ka jalo. o ne a kopa gore batlhotlhomisi ba dikgang tsa tshenyetso setshaba e nne batho ba ba boikanyego. E rile a araba dikgang tse dingwe, Rre Nthubu a bolela fa go ise go nne le maranyane a a supang gore motlhoki o bone dithuso kwa maphateng afe mme khansele e dira maranyane a a tlaa kgonang go supa gore motho o bone dithuso kae. A re go tlhoka go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo ke tshenyetso setshaba ka gore di a bo di rekilwe ka madi gore di ba namole mo leubeng. crime_law_and_justice 1 Khansele isa ditirelo kwa setshabeng Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re makhanselara a tlamega go diragatsa dikopo tsa batlhophi. A re tiro ya mokhanselara ke go gokaganya batlhophi le khansele le bodiredi ka go isa dikopo tsa bone, a re le gone go ba fa phetolo go tswa kwa go ba ba maleba. O buile jalo fa bodiredi jwa khansele le makhanselara a Lobatse ba ne ba isitse ditirelo kwa setshabeng bosheng. Mme Kruger a re makhanselara a itsise morafe ka mananeo a khansele ka go tshwara diphuthego tsa kgotla. A re e le makhanselara ba eletsa thata go utlwa mo setshabeng go tokafatsa ditirelo gore ba ntshe tsa maemo a ntlha ka gore ba batla go isa toropo ya Lobatse kwa pele. A re ba tshwere letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng e le bodiredi le makhanselara, gore morafe o tle gaufi le bone, go utlwa matshwenyego a bone ka maphata a a farologaneng a khansele ba le kwa ntle ga diofisi. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng, Rre Gofaone Kedise fa a tswa la gagwe o ne a re go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa, ka jaana dinako tse dintsi fa ba biditse diphuthego tsa kgotla batho ga ba kgone go tla botlhe ka mabaka a farologaneng a botshelo. A re ba dumela gore mo mmolong ba tlaa kgona go kopana le bao ba e leng gore ba a bo ba le mo tirong ka nako ya diphuthego tsa kgotla, le go ba bontsha kwa ba ka bonang dithuso tse di maleba mo maphateng ka go farologana, go tla ka megopolo e e ka thusang go tlhabolola ditirelo. Makhanselara ka go farologana a ne a kopana le batlhophi ba bone go ba bontsha kwa ba ka bonang thuso e ba e tlhokang teng, ba se kwa diofising ka gore khansele e tsisitswe kwa bathong. politics 7 Thompho, bopelotelele ke konokono mo loratong E re ka puso le dikhamphani tse di ikemetseng ba thubile lobelo go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong gore ba tshele matshelo a a eletsegang, bakgweetsi ba khansele-potlana ya Hukuntsi, le bone ba ne ba intsha leswe dinaleng jaaka ba ne ba abela Mme Keikanyamang Setshogo, wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le boraro pompo ya metsi. Fa a rola mpho eo kwa kgotleng ya Ga-Thaga kwa Hukuntsi, modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage, o ne a iteela bakgweetsi bao legofi ka jaana a re ba itiretse leina le lentle, e bile ba tsholeditse serodumo sa khansele ya bone. Mme Tlhage a re ntswa khansele e filwe boikarabelo jwa go fa batlhoki ditirelo dingwe, ka maswabi seo ga se bonolo ka ntlha ya tlhaelo ya madi. A re ditirelo dingwe di tshwana le kgokelo ya metsi, terata , le kago ya matlwana a boitiketso, khansele ga e kgone go di dira ka nako e nngwefela fa motlhoki a abelwa ntlo, mme ka lesego, komiti e ya bakgweetsi, e thusitse go tswala phatlha ya ditirelo dingwe tse di sa kgonagalang. O ne a gwetlha maphata le dikgwebo go lwantsha lehuma mo dikgaolong. Mme Tlhage a re kgaolo e tlhaelelwa ke metsi, mme a kopa ba lapa la ga Mme Setshogo gore ba nne ka tsholofelo go fitlhelela seemo se boela mo taolong gore ba tle ba kgone go akola mpho ya bone ka tshosologo. Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Joseph Banyatsang, a re metsi ke konokono ya botshelo jwa sebopiwa sengwe le sengwe, ka jalo bakgweetsi ba ne ba ikaegile ka go diragatsa dikeletso tsa letshego la tebelepele ya 2016 ka go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka matshelo a ba bangwe. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa komiti ya bakgweetsi, Mme Lydia Dipitse-Kgopiso, o supile fa ba ne ba simolotse ka go kokoanya madi mme ba rekele badiri ka bone dimpho tsa tsamaya sentle fa ba tlogela tiro kana ba ya go berekela kwa dikagolong di sele, mme ka maswabi a re ba seka ba kgona maikaelelo ao, mme ke gone ba neng ba bona gore lemmenyana le ba neng ba setse ba le kgobokantse ba direle mongwe sengwe sa sennela ruri. A re ka jalo, ba ne ba ikgolaganya le ba ofisi ya mothusa mokwaledi wa khansele le ba boipelego mme ba neelwa lapa la ga Mme Setshogo. Leloko la komiti eo, Rre Pro Motsaatlhobolo, o ne a tlatsa ka go re ntswa ba ntshitse ga tshwene go ka araba selelo sa ga Mme Setshogo ba tshwenngwa ke gore seemo sa metsi mo kgaolong ga se a iketla. O ne a gwetlha boeteledipele jwa khansele gore ba ba sekasekele gore Mme Setshogo le ba lapa la gagwe ba ka thusiwa jang, go tsweledisa leina le lentle le komiti e sa tswang go le direla khansele go santse go lebeletswe phetogo ya seemo sa metsi. Fa a tswa la gagwe, Rre Olebile Leswape, o ne a leboga komiti eo, ka tiro e ba e diretseng motsadi wa gagwe, mme a ba eleletsa masego le matlhogonolo mo matshelong a bone. Mo mafokong a gagwe a malebo, modulasetilo wa komiti ya boipelego, mokhanselara wa Lehututu/Maake, Mme Judith Matebu, o ne a iteela komiti eo legofi ka tiro e ba e dirileng mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa o wa popagano le lorato go ka thusa ba ba tlhokileng lesego. BOKHUTLO health 6 'Elang dilalome tlhoko' Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Photshanyana Mogatsaseno, o gakolotse banni ba Khudumelapye go nna podimatseba mo kgweding ya Morule ka manweenwee ba ba itirang baporofiti. Mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mme Mogatsaseno o gakolotse banni gore ba itlhokomolose batho ba mofuta oo mme gape ba lome ba sepodisi tsebe fa ba ka ba bona. O kaile fa ba tshwenngwa thata ke dikgang tsa batho ba ba rekisetsang batho leruo ka sekoloto mme ba sa ba itse jalo a ba gakolola gore ba seka ba dira jalo ka ba ka felela ba swelela ntswa ba sokoletse leruo leo. O tsweletse ka go bolelela banni ba Khudumelapye go tsaya thulaganyo ya motshameko wa Itshireletse tsia ka e ruta ka dikgang tsa borukhutlhi le gore batho ba ka di fenya jang. Mme Mogatsaseno o ba gakolotse gore ba ele tlhoko baeng ba ba sa ba itseng. O ba tlhaloseditse gore ga go thona gore ba botse motho gore ke mang o tswa kae fa ba lemoga gore ke moeng. Mme Mogatsaseno o tsweletse a gakolola batsadi go tlhokomela metsamao ya bana ba basetsanyana go simolola kgwedi eno go fitlha keresemose le ngwaga o mosha. O ba tlhaloseditse fa ba tshwenngwa ke gore fa ngwaga o simologa ba amogela dikgang tse dintsi tsa go tseelwa dikobo ka dikgoka ga basetsanyana ka ba bo ba iphitisitse dino. O ba gakolotse gore tshwanelo ya bana ke go utlwa batsadi ka jalo ngwana yo o sa utlweng batsadi o tshwanetse go otlhaiwa. Mo pegong ya gagwe mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Gofentsemang Keotletswe o kopile gore ba okelediwe mapodisi gammogo le go ba agela matlo a boroko ka go na le tlhaelo ya matlo a bodiredi kwa motseng oo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bana ba tlhoka bokaedi jwa batsadi Motshwaralela mookamela lekalana la thuto la Botswana Qualifications Authority (BQA), Rre Abel Modungwa o kgotlhadiste barutabana le batsadi ba baithuti ba ba tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Mogorosi go pataganela thuto ya baithuti go ntsha maduo a a kwa godimo. O buile jalo ka Matlhatso fa a ne a abela sekole seo dikete tse di lesome, dirula, dipena le dikhipara morago ga go tsena mogwantlo wa dikhilomethara tse di lesome o o neng o rulagantswe ke sekole seo go kokoanya madi go bankanyetsa kabo dimpho ya monongwaga. O tlhalositse fa madi ao a tla dirisiwa go rekela bao ba ba tla bong ba dirile sentle mo go tsa thuto kgotsa metshameko monongwaga e le nngwe tsela ya go ba tiisa moko go tlhwaafalela tiro ya bone jaaka ba tla bo ba phadisanya go nna bo mmampodi mo dithutong tsa bone. Rre Modungwa yo e neng e le molalediwa wa tlotla wa letsatsi leo o ne a tlhalosetsa botsadi le borutabana gore thuto e e tshwaraganetsweng e ka tlisa diphetogo ka jaana moroto o oesi o sa ele, ka jalo a re go ka se pale sepe gore lefatshe leno le ntshe baithuti ba ba nonofileng le go le isa kwa mankalengkaleng. A re baithuti ke peo ya lefatshe leno, ka jalo ba tlhokana le thotloetso ya botsadi le barutabana go ba rotloetsa go nosetsa peo e go tsholetsa lefatshe gammogo le go tswakanya itsholelo. A tlatsa gape ka go tlhalosa fa babusi ba kamoso ba lefatshe leno e le bone baithuti ba. “Bokamoso ke thuto. Re tshwanetse go rotloesa baithuti re le seopo sengwe gore ba tseye thuto ka tlhwaafalo e le tsela e e faphegileng go ba betlela tsela ya botshelo” a bua jalo Rre Modungwa. O ne a tswelela gape ka go lemotsha batsenelela mogwantlo oo gore mo bogompienong puso e tlhapolotse letsogo go tokafatsa matshelo a Batswana ka go ba isa dikoleng. Ka jalo, a gakolola batsadi go nna kelotlhoko go bona gore bana baya dikoleng. A tlatsa ka go bolela fa se e le nngwe tsela ya go fitlhelela maikaelelo a matshego a tebelopele ya 2016 a gore re bo re le tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso. E ne ya re go le pele fa mogokgo wa sekole seo Mme Josephine Madikwe a amogela baeng a tlhalosa fa le ntswa sekole sa gagwe se le sebotlana ka ditlhopha tsa matlwana a marataro se dira mo go nametsang fa go tla mo go tsa thuto le metshameko. A tlhalosa fa jaana setlhopha sa soft ball se tla emelela mo nakong e e sa fediseng pelo go ya go emela kgaolo ya Legare kwa dikgaisanyong lefatshe ka bophara kwa Gaborone. A tlatsa gape ka go tlhalosa fa setlhopha sa Junior Achievements Botswana sone se tla emela lefatshe leno kwa Australia go dira jeme. Mme Madikwe o ne a supa fa tse tsotlhe ba atlega ntateng ya tshwaragano e e kwa godimo ya bodiredi jwa sekole gammogo le boitshwaro jwa baithuti jo a kaileng e le jo bo eletsegang. BOKHUTLO education 4 Mosadi wa Tsabong o falotse petelelo Mapodisi a Tsabong a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mane le boraro ka pelaelo ya gore o ne a batla go itseela dikobo ka dikgoka mo go mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone wa kgotla ya Bontleng kwa Tsabong. Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David, a re tiragalo e, ba e begetswe ka nako ya bobedi mo mosong wa Labone beke e e fetileng ke mme yo o neng a falola ka bobi jwa segokgo mo selalomeng se maikaelelo a sone e neng e le go tlhakanela dikobo nae ka dikgoka. Superintendent Tlhapi-David o tlhaloseditse Rre Tlhapi-David a re mme yoo, o ne a dirisa legong go iphemela mme a gobatsa rre yoo ka go mo ntsha dintho tse di masisi mo sefatlhegong le mo tlhogong. A re go ya ka pego ya mme yoo, go belaesega a kopane le mmelaelwa yo o tlholegang kwa Bogogobo a tswa maitisong bosigo a le mo tseleng go ya kwa lwapeng. Superintendent Tlhapi-David o boletse fa mme yoo a falotse ntle le dikgobalo dipe. Rre Tlhapi-David a re rre yoo, o kwa kokelong ya Tsabong go alafelwa dintho fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tswletse. Superintendent Tlhapi-David o boletse fa dikgang tsa petelelo di tshwenya kwa kgaolong ya gagwe. A re ngogola, ba gatisitse dikgetsi di le lesome le bone fa mo ngwageng ono o simolologa go fitlha Seetebosigo ba setse ba begetswe di le tlhano. O gakolotse bomme go emisa go tsamaya bosigo ba le nosi a re ba batle bangwe go ba pata a bo a kopa borre go emisa go betelela a re ke selo se se botlhoko ebile se tsaya nako go lebalesega. A re borre ba ithute go buisana le bomme ka tsa marato. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Tswelelang ka go thusa puso - mogolwane Batswana ba kgothaditswe go tswelela ka mowa wa go thusa puso fa e tlhaelelwang teng. Kgothatso ee tsile ka mothusa mokwaledi wa lephata la thuto gotswa kwa khanseleng ya Bokone Botlhaba Mme Goabilwe Kuti fa mokhanselara wa kgaolwana ya Moroka, Rre Vincent Mooketsi a ne a abela sekolo se se botlana sa motse oo mpho ya didirisiwa dingwe tsa sekolo bosheng. Mpho eo e ne e akaretsa ditafole di le lesome le boferabobedi, dibuka le dipensele tse tsotlhe di ka lopang P10 000. Go tlhalositswe fa di tlaa dirisiwa ke baithuti ba bannye ba mophato wa tshipidi le ba lekwalo la bobedi. Mme Kuti a re lentswa go le gantsi go se motlhofo gore batho ba abe, fela go ka nna molemo fa batho ka bongwe ka bongwe ba ka ititaa ka thupana go netefatsa gore ba thusa puso fa ba lemoga letlhoko. A re puso ka nosi ga e kake ya kgona go fitlhelela tsotlhe tse di tlhokiwang mo makalaneng ka go farologana. O ne a leboga maiteko a ga Rre Mooketsi, a re bone e le ba khansele ba nona pelo fa ba amogela dimpho ka go farologana mo dikolong. Mme Kuti a re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya fa go aba sengwe go sa supe gore motho o humile mme go supa fa a kgathala ka seemo sengwe se a se lemogang. A re go botlhokwa gore dimpho tseo di tlhokomelwe, gore di kgone go sologela baithuti molemo, a tlatsa ka gore seo gape se ka gwetlha bangwe go tsaya malebela mme go tiisa moko le ba ba abang go tswelelela ka mowa oo. Gontse go le foo, Mme Kuti a re, e re ka jaana bana e le bone bagogi ba kamoso ba lefatshe leno, go botlhokwa gore ba neelwe lesedi la thuto ka bonyenyane jo bo leng teng. Fa a tswa la gagwe, Rre Mooketsi, yo le ene eleng moithuti wa pele wa sekolo seo sa Moroka, o boletse fa morago ga go utlwa boikuelo jwa letlhoko la didirisiwa, a ne a gwetlhega go dira sengwe go araba selelo seo. A re o dumela fa a dirile seo, e le ka tlhotlheletso ya Modimo, a bolela fa a ntshitse dimpho tseo ka lerato gotswa boteng jwa pelo ya gagwe. Le ene fela jalo, o ne a gatelela botlhokwa jwa go thusa puso fa e tlhaelang teng. Mokhanselara Mooketsi a re e re ka gotwe e e anywang e leletse e ruta e e mo maleng, o lemogile fa go aba ga gagwe go ka rotloetsa bana ba Moroka go tsoga le bone ba direla Sekolo le motse wa bone sengwe. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, mogokgo wa sekolo sa Moroka, Rre Gobe Letsholathebe o ne a supa boitumelo, a re mpho eo, e tlaa tsisa pharologanyo mo sekolong sa gagwe, a kaya fa e bile ba dikile ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. Rre Letsholathebe a re o itumedisiwa thata ke kemonokeng ya batsadi ba Moroka, ka ba sanke ba kgala go etela sekolo go tla go bona ka fa bana ba bone ba tsweletseng ka teng le go ntsha bogakolodi fa go tlhokafalang teng. Mongwe wa barutabana, Mme Chonga Ntebogang, a re morago ga go lemoga maduo a mophato wa banyana, ba ne ba tsaya tshwetso ya go oketsa baithuti ba lekalana leo monongwaga, mme fela ba lebanwa ke kgwetlho ya letlhoko la didirisiwa. A re ke ka moo ba neng ba itela mo banning ba Moroka go ba tswa thuso, a re ka jalo go a itumedisa go bo selelo sa bone se arabilwe mo nakong e khutshwane. Bangwe ba ba neng ba le teng go nna basupi mo tholong ya dimpho tseo, ke Kgosi George Moroka le modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana Rre Moses Moyuthu. education 4 Banni ba Magoriapitse ba ntsha megopolo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Magoriapitse mo kgaolong ya borwa, Rre Geoffrey Khoane o boletse fa ba American Embassy ba solofeditse go ntshetsa ntlo lohalahala ya banana e e nang le ditirelo tsa metshameko ka bontsi P215 000. A re kago yotlhe e tlaa lopa P600 000, mme a kopa banni le babereki go ba ema nokeng ka go ntsha madi gore tlhabololo eo e diragale. O buile jalo mo phuthegong e biditswe ke komiti ya ditlhabololo tsa motse go lekodisa morafe ka ditlhabololo tse di tsweletseng le go kopa megopolo mo babereking ba motse oo ba ba direlang kwa ntle ga motse. Phuthego e ne e tsenwe ke mothusa tona wa botsogo e bile e le mopalamente wa kgaolo eo, Dr Alfred Madigele. Rre Khoane a re banana ba tlhoka kwa ba itlosang bodutu teng jaanong ba Leela mo dibareng ba itontela dinotagi le go dira ditiro tsa borukutlhi. O boletse fa lefelo le bonetse fa go tlaa agwang teng. Mo tlhabololong e nngwe ba boletse fa letsha le le fa tlase ga motse le ka oka bajanala fa le ka tlhabololwa. O boletse fa le na le ditlhare tse di kgatlhang e bile di bonelwa teng fela. Go ka tseelwa teng dinepe le go lala mo ditanteng. Le fa go ntse jalo Rre Khoane o ngongoregile gore gompieno letsha leo le dirisiwa botlhaswa ke ba dikereke le dingaka tsa setso ba tlogela ditaola le dikerese le go ipeolela teng. O ne a kopa thuso mo banning go ba ema nokeng gore ba nne le letseno la madi go diragatsa ditoro tsa bone. O boletse fa ba eme ka ba ofisi ya ga molaodi le ba kabo ditsha. Rre Khoane o boletse fa komiti ya gagwe e gokela matlo a VDC a le mane motlakase, a bolela gore batho ba tlogela go hirisa mo go one ka gore ga go na motlakase. O boletse fa puso ka bonosi e ka seke e kgone fa ba sa ikemele ka dinao. Fa a ntsha la gagwe, Mme Dikeledi Diphofu o boletse fa motse o tlhabololwa go lebilwe dipalo tsa one. O kopile bana ba motse oo go nna ba balelwa koo e seng kwa ditoropong. O ngongregile gore ka nako ya boipuso morafe ga o tle go keteka le bone, ba itirela jwa bone kwa malwapeng. Mokhanselara Charles Modimothebe o kopile babereki ba motse oo go kopa dithuso kwa dikhamphaning tse ba berekang kwa go tsone go aga lekgotlala le le ka direlang motse madi le lefelo la itloso bodutu la banana. O kgothaditse banana go dirisa mananeo a puso le go kopa thuso mo boeteledipeleng jwa motse. O buile ka lenaneo la go thusa bomme le le tokafaditsweng gore mme fa a le mongwe a thusiwe ka P100 000. Fa a bua ka tsa khansele e e fetileng o boletse fa lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) le tsile go ba thusa. O boletse fa tse ba neng ba di kopile di amogetswe kwa khanseleng. O boletse fa bodiredi jo bo ntseng bo s yo mo motseng jaaka bommaboipelego le balemisi jaanong ba le teng. Ba botsogo ba ngongoregile ka batsadi bangwe ba ba tlogelang bana le bagodi mme ba palelwe ke go ba isa sekaleng. Ba boletse fa ba ikwalela dikarata gore bana ba a tsoga le mororo go sa nna jalo. economy_business_and_finance 3 Palapye e agetswe matlo a feta masome a matlhano Kgaolwana potlana ya Palapye mo kgaolong ya Legare e gaufi le go wetsa matlo a Turn Key a le masome matlhano le bosupa. Gantsi matlo ao a agelwa batho fela kwa ntle ga dituelo dipe, ditshenyegelo tsotlhe tse di akaretsang dituelo tsa moagi le di dirisiwa tsa kago ke maikarabelo a puso. Go ya ka mogolwane wa motshwantshi wa moalo wa matlo mo kgaolwaneng potlana ya Palapye, Rre Edward Nakedi matlo a, a simolotswe go agiwa ngogala ka Ngwanatsele, ke dikonteraka tsa mono gae tse di farologaneng di ferabobedi ka seelo sa P45 000 ntlo e le nngwe. Mo kagong e, boradikonteraka ba ne ba filwe sebaka sa kgwedi tse tharo gore ba bo ba weditse matlo, go lebeletswe seemo se bangwe ba neng ba le mogo sone go sena le fa ba latsang tlhogo teng, mme go fitlha jaana ga a ise a wele, le fa mangwe a one e le a a ka tshabelang dipula le diphefo ka a setse a ruletswe. Bo radikonteraka ba ne ba okelediwa nako go fitlhelela kgwedi eno ya tlhakole ele lesome le botlhano gore ba bo ba weditse matlo ao. Matlo a agiwa go remeletswe thata mo goreng motho ka namana a fiwe sone seriti sa bonno se puso e buang ka sone e sa kgale mathe. Rre Nakedi o supile fa motho yo o tla newang ntlo a sekasekiwa pele fela jaaka e le tsamaiso go itsa dikgang tsa gore go agetswe motho ka botsala. Matlo ao, a agilwe mo metseng ya dikgaolo tsa mapalamente a a farologaneng a akaretsa Tswapong Bokone, Mmadinare,Serowe Borwa le Serowe Bokone Botlhaba. Tsholofelo ke gore fa a fetswa , beng ba a neelwe ka bofefo jo bo kgonagalang go lebeletswe seemo se se sa iketlang sa loapi. E rile a latlhela la gagwe mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Palapye Rre Koti Molefi, a re go nnile bonya thata mo kagong ya matlo ao, mo baneng ba patelesega go ntsha ditiro dingwe tsa dikago mo go borakontereka ba ba neng ba lebega ba saletse morago fela thata le yone nako e e okeditsweng baka seke ba e fitlhelele. A re seo ba ne ba se dira ka puisano le ditumelano le dikonteraka ba lebeletse mabaka otlhe a a ka tswang a tsetse go diega ga go wediwa ga tiro eo mo dikgaolong dingwe jaaka kwa Maunatlala. A re gongwe gape ba ne ba imetsa dingwe dikonteraka morwala wa tiro ka go ba neela matlo a mantsi ba sena di dirisiwa tse di lekaneng tiro eo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Raphaka o rotloetsa badiri Mokwaledi wa lephata la ditsha le matlo, Rre Thato Raphaka, o rotloeditse badirelapuso ba lephata la gagwe go isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng le go sa sokameleng ntlha epe fa ba di isa gore setshaba se ba tshepe. A re badirelapuso ba lephata la gagwe ke bone batlhokomedi ba se se botlhokwa mo matshelong a Batswana, e bong lefatshe, ka jalo ba tshwanetse ba ise tshepo e ntsi kwa go bone gore lefatshe la bone le mo diatleng tse di phepa. Rre Raphaka o ne a bua jalo kwa pulo semmusong ya bokopano jwa babereki ba lephata la ditsha le matlo kwa Palapye bosheng. O tsweletse a re badirelapuso ke batlhanka ba setshaba ka jalo ba tshwanelwa ke go nna boikobo le go nna maitseo mo go mongwe le mongwe. A re boitshwaro jwa badirelapuso e tshwanetse e nne jwa maemo a a kwa godimo gore bodirelapuso bo nne le boleng mo setshabeng. Rre Raphaka a re babereki ba lephata la gagwe ba tshwanelwa ke go leba kwa morago ba bo ba ipotse gore ba dirile eng le go ya kwa pele ba tsile go dira eng se se pharologanyo mo lephateng la bone. O ne a gwetlha mmereki mongwe le mongwe mo lephateng la gagwe go nna le tebelopele ya go ipona e le baeteledipele mme ba ka tsaya lefatshe la bone go le isa kwa maemong a a kwa godimo. A re ba tshwanetse gape ba nne le boikarabelo mo ditshwetsong tse ba di tsayang gore go fitlhelelwe mo maitlamong a lephata. Rre Raphaka a re bokopano joo jo bo tshwarwang ngwaga le ngwaga mme e le jwa boraro, ke kgatelopele e kgolo e e beileng lephata la gagwe kwa setlhoeng. A re babereki botlhe ba lephata la gagwe ba nnile le seabe se segolo mo go le beeng mo maemong a le leng mo go one. A re ba ne ba dira ka seopo se le sengwe go sena yo o gogelang ntlha e sele. Rre Raphaka a re ntswa go na le diphitlhelelo mo lephateng la gagwe go na le dikgoreletsi tse di bayang lephata la gagwe ka fa mosing di tshwana le go abiwa ga lefatshe mo go bonya le mokgwa mongwe o o sa itumediseng wa badiri bangwe. A re puso ya lefatshe leno e na le tsholofelo e ntsi mo badirelapusong ka e le bone ba tsamaisang mananeo a puso a ba a tlatsa ka gore Batswana ba na le tshwanelo ya go fiwa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa ntle ga pelaelo epe. Bokopano jwa lephata la ditsha le matlo jwa malatsi a mabedi bo ne bo akaretsa dikgaisanyo tsa bommabontle le borrabontle, kgaisanyo ya maphata a a ka fa tlase ga lephata la ditsha le matlo le dikgaisanyo tsa dikhwaere tsa moopelo. BOKHUTLO politics 7 MVA e tshwenngwa ke koketsego ya dintsho tsa tsela Morutintshi wa setshaba go tswa kwa lekalaneng la Motor Vehicle Association Fund (MVA), Mme Gugulethu Sithole, a re lekalana la bone le tshwenyegile ke go gola ga dintsho tse di bakilweng ke dikotsi tsa tsela. O buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa Woodhall, e e neng e tshwerwe bosheng, le makalana a dithuso ka go farologana, go tla go tsibosa morafe ka ditirelo tsa bone. Mme Sithole o supile fa bokopano jwa bone le morafe e le tsela nngwe ya go amogana kitso le setshaba ka dithuso tse di ba lebaneng fa ba amilwe ke dikotsi tsa tsela. A re maikaelelo magolo a lekalana leo ke go leka go fokotsa dipalo tsa batho ba ba latlhegelwang ke matshelo ka ntata ya dikotsi tsa tsela. O boleletse morafe gore lekalana leo gape le ikaelela go tokafatsa seemo sa ipabalelo tseleng mo bathong botlhe go akaretsa bana le bagolo lefatshe ka bophara. O tsweletse a bolela gore lekalana leo le fetotse ditsetlana dingwe mo molao-motheong, a fa sekai sa gore fa motho a amegile mo kotsing ya koloi go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng gore a tle a thusiwe go simolola fela ka madi a phimolo dikeledi le one a gore ba kgone go ithusa. Fa a amogela baeng, Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall, o ne a lebogela morafe ka boitshwaro jo bo nametsang ka malatsi a boitapoloso jo ba bo supileng mo ngwageng e e sa tswang go wela. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Maduo a dikole tse dikgolwane ga a itumedise Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, Rre Moiseraela Goya a re lephata la gagwe ga le itumedisiwe ke seemo se se diragalang se baithuti ba dirang sentle kwa dikoleng tse dipotlana mme e re ba ya kwa go tse dikgolwane ba bo ba sa dire sentle. O buile jaana kwa moletlong wa go ipelela maduo a lekwalo la bosupa a sekole se sebotlana sa Kukubye mo Lerala. Sekole seo se dirile maduo a 85.1% a 2017 mme a 67.4% ka 2016. Rre Goya a re go a swabisa gore maduo a dikole tse dikgolwane bogolo jang tse di fa gare a bo a sa itumedise ntswa dikole tse dipotlana di dira botoka. A re bontsi jwa baithuti ba dira sentle kwa dikoleng tse dipotlana mme fa ba tsena kwa go tse dikgolwane go bo go sa itsewe gore go diragetse jang. A re go le gantsi baithuti ba ba dirileng sentle, bogolo jang ba ba tsereng lekwalo la ntlha le la bobedi ba felela ba tsere la boraro kana la bone kana ba palelwa gotlhelele fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. A re lephata la gagwe le tsenwe ke tsebetsebe ka go ipotswa gore se se a bo se bakwa ke eng. Le fa go ntse jalo, Rre Goya o ne a phophotha sekole sa Kukubye legetla a bolela fa se dirile sentle mme se ka dira go feta fa. A re go supa fa se ka dira go feta fa ka se kgonne go oketsa maduo a sone ka 17.7% go tswa mo go 67.4%. A re maduo ke mofufutso wa phatla ka a a itirelwa, a a berekelwa ebile ga a tle fela. Ka jalo a re maduo a sekole seo ga a atla ka lesego kana ka phoso mme botlhe bana le seabe ba ne ba a berekela. A re puso e tshwentswe ke maduo a a kwa tlase mo dikoleng, ka jalo ga go a nnwa fela ga isiwa mabogo ka kwa morago mme go ne ga batlwa bommantswitswidi ba thuto. A re bommantswitswidi bao ba ne ba tla ka mokwalo wa ditogamaano mme ke one o o dirisiwang go tokafatsa thuto. Rre Goya a re lenaneo le le bua puo e le nngwe fela le se lefatshe le ikaelelang go se dira. A re lenaneo le le bua gore go ikaegiwe ka batho ba ba nang le dikitsokitso mme laphata la gagwe le bua yone puo eo. A re lenaneo leo le tswelela lere gore thuto e nne yone e tshwanetse e simolole kwa moding. A re le tswelela gape lare thuto e seka ya nna ya go kwala fela mme e nne thuto e e rutang bana go tsamaisa dikgwebo le gone go dira ka diatla. O ne a re e tswelela gape e re moithuti e nne ene konokono kana pinagare go na le gore morutabana e nne ene konokono jaaka go ne go diragala pele. A re moithuti ke ene a tshwanetseng a bue thata go na le morutabana. Rre Goya a re lephata la gagwe le amogela gore go na le letlhoko mo dikoleng tsa lefatshe leno le tshwana le la didirisiwa jaaka dibuka mme seo ga se a tshwanela go thibela thuto go tswelela. O ne a supa fa bangwe e re fa ba sa dira sentle ba ntsha mabaka a gore ga gona didirisiwa mme mo dinakong tsa bogologolo maduo a dikole a ne a le kwa godimo mme go sena didirisiwa ka bontsi. A re go a makatsa ka baithuti ba na le ditsompelo di tshwana le maranyane a internet mme di sa dire sentle mme baithuti ba di dirisetsa di sele. O ne a tsibosa batsadi fa baithuti bangwe ba na le mokgwa wa go senya dikago tsa sekole mme a bolela fa mo nakong eno ere fa moithuti a sentse sengwe kwa sekoleng motsadi e le ene a se baakanyang. O ne a ikuela mo batsading go kgalemela bana gore ba tlhokomele dikago tsa sekole ka di tlaa tswelela di dirisiwa mo isagong. Mokhanselara wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile o ne a leboga Rre Goya go bo a ne a bona go tshwanela gore a tle go ipelela phenyo le bone ntswa palamente e tsweletse. Rre Ketshogile o ne a galaletsa sekole sa Kukubye go bo se ne sa tlhoafala mme sa dira sentle. A re ntswa sekole seo se na le dingwaganyana se sa dire sentle, se ne se dira sentle thata mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng ebile batsadi ka bontsi ba eletsa gore bana ba bone ba tsene mo go sone. A re o na le tsholofelo ya gore sekole seo se tlaa boela kwa se neng se le teng. O ne a gakolola baithuti ba ba neng ba tsena kwa sekoleng sa Kukubye ba mo nakong eno ba dirang lekwalo la ntlha go seka ba itebala mme ba ntshe maduo a a tshwanang le a ba neng ba a ntshitse kwa sekoleng se sebotlana. O ne a ikuela mo go Rre Goya go tsibogela go oketsa matlwana a borutelo ka a tlhaela mo dikoleng. BOKHUTLO education 4 Batlhophi ba tla ka go rotha Morago ga mela e meleele e e neng e bonala mo matlhophelong ka bontsi mosong ono, mo tshokolong seemo se ne se fetogile batlhophi ba tla ka go rotha. Ntswa bangwe ba tshwana le rre Magogodi Ramotlhagosi yo o neng a tlhophela kwa Moruleng a ne a sale a nnile mo moleng masigo a kgaogana, ga a ka a tshwara “seboko se se kima” ka jaana a ne a nna mongwe wa ba maina a bone a neng a sa kwala, lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le ne la tsibogela seemo se. Mo tshokolong go ne go bonala manotonyana a batlhophi mo matlhophelong kwa sekolong se sebotlana sa Westwood International fa kwa Lot 25777 go ne ga iponatsa ba le bane fela. Batlhophisi ka bontsi go lebega ba ne ba emetse nako ya bosupa gore ba tswale fa kwa Mosekangwetsi mapodisi ba ne ba setse ba tsenste dikganedi go supa fa matlhophelo a tswetswe. Bokhutlo politics 7 Dikomiti tsa ditlhabololo di kolotwa madi a mantsi Kgaolo potlana ya Palapye ena le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse dile masome a mararo le botlhano, tse mo go tsone go dirang sentle dile masome a mararo le boraro, fa tse pedi difeletswe ke nako. Melala ya dikoloto tsa matlo yone e tsamaya kwa go P581 996.68. E ne yare a lekodisa khansele potlana ya Palapye, modulasetilo, Rre Onneetse Ramogapi, a supa fa dikomiti tseo di ne tsa rutuntshiwa mo tsamaisong ya pego ya madi, melala ya dituelo tsa matlo, ditiro tse ba dirang le mokwalo wa ditumelano le batho ba ba dirisang dikago tsa bone, le dikgwetlho tse ba kopananang le tsone mo dikomiting tsa bone. Rre Ramogapi a re dikomiti tsa ditlhabololo di lebanwe ke mathata a a golelang pele a melala ya dikoloto tsa matlo tse go lebegang banni ba sena maikaelelo a go di duela, ka ba ntse moriti o tsididi fela; ba ikgatholositse ditumelano tse ba di rurifaditseng le ka monwana fa ba tsena mo matlong ao. A re nako e tsile ya gore dikomiti di ikemele ka dinao, di tsenye mo tirisong tumelano ya mokwalo wa phiriso. Fa a itebaganya le ditilo le ditafole tsa kwa dikoleng tse dipotlana, o ne a re go sa ntse go na le tlhaelo ya ditilo fa go sale go ntshiwa tsa tshipi, mme a re go setse go dirilwe ipapatso e a solofelang gore e fitisitswe mme ditilo di tlaa rekwa, e bile dikole tseo tse di tlhokang thata etla nna tsone di lebelelwang pele. Ka thutuntsho ya bana ba ba baakanyediwang lekwalo la ntlha, a re go tlhophilwe dikole dile tlhano ebong; Mogome, Chakaloba, Lesenepole, Diloro, le Matlhakola ka di na le matlo a barutelo a a sa dirisiweng. Lenaneo leo le setse le simologile, le fa mathata ele gore ga bana matlwana a bananyana; seo eleng kgwetlho mo khanseleng. Ka dipitsa tsa dikole o ne a re khansele e ntse e lebanwe ke kgwetlho ya go senyega kgapetsa kgapetsa ga tsone, seo se kgoreletsang go ja ga bana, mme a re ka lesego ba ne ba rutuntsha mongwe modiredi mo khanseleng go itebaganya le seemo se a rileng se tokafetse thata, a kaya fa go setse fale le fale gore tiro e wele. Rre Ramogapi o ne a bua gape ka kgang ya lekgotla la tsa metshemeko la dikole tse dipotlana la BOPSSA. A re khansele e ntse e tsweletse ka go thusa ka sepalamo le go jesa bana . O ne a supa letlhoko la dibese le ba apeisa ditota ka ba gorosa bana masigo kwa mafelong a dikgaisano mathata ele gone gore ba dirisa bese ele nngwe, kgaolo yotlhe.Bokhutlo politics 7 Baithuti ba baoki ba abela boora Lehupu Ba Institute of Health Sciences (IHS) kwa Molepolole ba abetse lelwapa la ga Lehupu mo kgotleng ya Lekgwapheng dimpho ka Mosupologo (07/07/2014) ba sena ba go ba etela morago ga go utlwa ka seru se se neng se ba wetse sa dintsho tsa dipolao ka kgwedi ya Motsheganong monongwaga. E rile a bua mo kabong ya dimpho tseo, Motlhatlhelela dithuto tsa botsogo kwa IHS, Rre Molemisi Maruping a bolela fa ba ne ba lemoga letlhoko le le kwa godimo la diaparo mo lelwapeng ka e bile bontsi jwa dilwana bone bo fiseditswe mo matlong kwa masimo. Rre Maruping a re se, se ne sa dira gore ba batle maano a ba ka thusang boora-Lehupu ka one, mme ba tsaya tshwetso ya gore ba thuse ka diaparo. Rre Maruping a re ba ne ba bona go tshwanela gore ba ikanape ba ntshe dilwana, ba bo ba kopa le malwapa a bone go abela lelwapa leo mme ba atlega. E rile a tswa la gagwe, malomaagwe boora –Lehupu, Rre Mokhai Kae, a nesetsa mogopolo wa ba IHS pula. O lebogetse dimpho thata a bolela fa go supa gore selelo se ba neng ba se lela ba ne ba se nosi mo go sone. “Se se mpontsha gore bana ba ga rakgadi ga ba a latlhega e bile le selelo se re neng re se lela re ne re se nosi se aname le lefatshe la Botswana ka bophara,” a gatelela. O kopile ba IHS go tswelela ka tiro e ntle e. Mokhanselara wa kgaolo ya Lephaleng e e akaretsang Lekgwapheng, Rre Rex Motshweneng, o lebogetse baeteledipele le baithuti ba IHS go nna pelotlhomogi mo setshabeng. A re tiro e ba e dirang mo setshabeng sa Molepolole e bonwa ke mang le mang ka e bile e se lantlha ba abela banni diaparo. O boletse fa ba kile ba abela bana ba dikole tse dipotlana diaparo mme a re o lebogela gore mowa wa go aba ga o ba lapise. O ba tlhomamiseditse fa Bakwena ba lemoga e bile ba rata se ba se dirang.BOKHUTLO society 9 Kgodiso ya ngwana e botlhokwa Kgosi Charles Koitsiwe wa Broadhurst mo Gaborone a re ga a itumedisiwe ke go bona batsadi bangwe, bogolo jang banana ba atisa mokgwa wa go akaretsa bana mo dikgotlhannyeng tsa bone. Kgosi Koitsiwe o buile jalo mo potsolotsong le O tlhalositse gore bangwe batsadi ba felela ba retelelwa ke go tla ka tsela e e maleba e e ka ba thusang mo kgodisang ya ngwana ntswa ba sa nne mmogo. Kgosi Koitsiwe o supile fa gangwe le gape go na le go gogagoganela ngwana, kgotsa mongwe wa batsadi a seke a dire matsapa ape go ka thuso ka ditlamelo tse di ka godisang ngwana, a ipata ka go re fa a kgaogane le mokapelo ga go botlhokwa gore o ka ntsha sepe se se ka thusang. Bangwe batsadi fa ba fiwa boikarabelo jwa go nna le ngwana ba nna le mokgwa wa go ka mo ikgagapelela, ba itsa motsadi yo mongwe sebaka sa go ka amana le ngwana. Kgosi Koitsiwe a re le fa batsadi ba kgaogane, seo ga se reye gore kgodiso ya ngwana e tshwanetse go sekamela golo go le gongwe kgotsa ya imela motsadi a le mongwe. A re ngwana o tshwanetse go fiwa sebaka sa go itse batsadi botlhe go tswa kwa letlhakoreng la kwa ga mmaagwe le la ga rraagwe. Go sale foo, Kgosi Koitsiwe o ne gape a kgala mokgwa wa gore bangwe batsadi ba bo ba amogela madi a kgodiso ya ngwana mme ba retelelwe ke go dirisa madi ao mo go maleba. A re mokgwa o ke go gweba ka ngwana. Kgosi Koitsiwe o gakolotse batsadi botlhokwa jwa go batla ditsela tse di maleba tebang le kgodiso ya ngwana fa ba kgaogana. Kgosi o supile fa bomme bangwe ba atisa mogopolo wa go tlogela borre ka morwalo wa bana mme fela ba e ba dira ape maiteko a go thuso borre ka ditlamelo tsa kgodiso ya bana. O gakolotse borre ba ba iphitlhelang ba le mo seemong se go ikuela le go kopa thuso kwa diofising tse di maleba. A re borre ba seka ba nna ba-tswa setlhabelo sa kgokgontsho ba beile fela mo go reng ngwao e rotloetsa fa rre e le ene a tshwanetseng go fepa bana ba gagwe e seng go tlhokomelwa ke mme. education 4 Seabe sa batsadi se itumedisa dikgosi Kgosi ya tetlanyo mo kgotleng ya kgosing kwa motseng wa Thamaga, Kgosi Setlhomonyane Koboyakgomo a re o itumelela tirisanyo mmogo ya batsadi ba motse oo morago ga gore o farafarwe ke dikgang tsa botlhoka tsebe. E rile a bua mo potsolosong le motswedi wa dikgang wa BOPA Kgosi Koboyakgomo o tlhalositse fa batsadi ba motse wa Thamaga ba dirisanya le bone sentle thata go laola botlhoka tsebe jo bo neng jwa apara motse wa bone dikgwedinyana tse di fetileng. O tlhalositse fa e ne e rile pele, batsadi ba bo ba ne ba sa begele mapodise le magosi fa bana ba bone ba dira botlhoka tsebe ka go ne go lemosega fa bane ba na le letshogo le le ntsi mo baneng ba bone. Kgosi Koboyakgomo o ne a tlhalosa fa se sene sa ba tshwenya thata mme ba tsaya matsapa go ruta morafe ka botlhokwa jwa go begela ba bogosi le sepodise fa bana ba dira sepe se e ka tswang e le botlhoko tsebe. O tlhalositse fa mo malatsing ano, batsadi ba tsisa bana ba bone kwa kgotleng go tla go tsenngwa mo tseleng fa ba tlhoka tsebe, mme ebile a tlhalosa fa a itumedisiwa ke batsadi ba ba tsisang bana ba bone kwa go bone ka dithoto tse ba belaelwang ele tsa bogodu. O ne a tlhalosa fa se e le sone sesupo tota fa batsadi ba ikemiseditse go lwantsha botlhoka tsebe le borukutlhi mo motseng. O tlhalositse fa seemo mo motseng se ritibetse ntswa go santse gona le botlhoka tsebe fale le fale, mme a rotloetsa batsadi go tswelela ba tsisa bana kwa kgotleng a tlhalosa fa thupa e thusa go aga ngwana fa a tswa mo tselengMotshwarelela mookamela mapodisi a Thamaga Ass Supt. Otsile Gaboinewe o ne a tlhalosa fa e le ruri tirisanya ya batsadi e le teng ebile e itumedisa ka jalo se se tlhofofatsa tiro ya bone e le mapodisi. O ne a rotloetsa morafe go tswelela ka mowa o o wa tirisanyo mmogo a tlhalosa fa batla felela ba kgonne kgang e ya botlhoka tsebe mo motseng. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba itoma molomo wa tlase go thusa go laola botlhoka tsebe mo motseng Rre Justice Mmereki, o ne a tlhalosa mo potsolosong fa a na le ngwana yo o sa utlweng mme a nna fela a mo isetse kgotleng go gagamadiwa phogwana. Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa a itumelela gore go na le batsadi ba ba setseng ba kgona go dira jaaka ene ebile a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo. O ne a tlhalosa fa se e le kgatelo pele ya morafe mo go lwantsheng botlhoka tsebe mo motseng. crime_law_and_justice 1 Botshelo kgetsi ya tsie Go tsweng goo lowe, Batswana e ne e le batho ba ba nang le mowa wa neelano le wa boipelego. Se, se ne se senolwa ke ditiro di tshwana le molaletsa, motshelo le mafisa gareng ga tse dingwe. Ditiro tse tsotlhe, di tsweletse ka go nyelela ka bonya ka bonya, selo se se bakang gore jaanong lehuma la nta ya tlhogo le tseye phekelo e sele mo go ba ba sa itshwarelang sepe. Bogologolo ba lelwapa loora semangmang ba ne ba ka seke ba lale ka tlala baagisanyi ba ntse ba le teng. Mme mo malatsing a gompieno o kgona go bona motho a ja a bo a latlha a bapile le yo mongwe a le mo seemong se se hutsafatsang. Ke ba se kaenyana fela ba ba santseng ba kgona go utlwela ba bangwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, gone go santse go na le bangwe ba ba lemogang gore le ntswa dipaka di fetloga go tsena tsa sesha, fela botshelo bone ga bo fetloge, e santse e le kgetsi e e kgonweng fela ke go tshwaraganelwa. Sekai sa bangwe bao, ke Mme Juliah Moatshe wa kgotla ya Palamaokue kwa Machaneng. Mme Moatshe a re ga go a tla fela mo go ene go le motlhofo gore a simolodise mokgatlho o o itebagantseng le go fa maloko a one dithuso tse di farologanyeng mo botshelong. O ne a tlhalosa mo puisanong gore dikgwetlho tsa botshelo di ne tsa mo fa mogopolo wa go thusana botshelo le ba bangwe ka e ne e se ene fela yo o itemogelang tshokolo. Mme Moatshe, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone a re e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a simolola go kopa ba ba nang le kgatlhego go tlhama mokgatlho o o ka ba tswang thuso mo botshelo. A re leano la gagwe le ne la atlega mme ba dumalana gore leloko lengwe le lengwe le ikwadise ka madi a a kana ka P110 mme go tloga foo ba bo ba nna ba ntsha ma P10 kgwedi le kgwedi. O tsweletse ka go supa fa kwa tshimologong, ba ne ba le batlhano mme ya re batho ba bona ka fa ba tsweletseng ka teng ba supa kgatlhego ya go tsenelela ka bontsi. Mme Moatshe a re le ntswa ba ne ba ipoleletse gore maloko a mokgatlho oo, e nne banni ba kgotlana ya Palamaukue fela, ga ba ise ba kgapele ope kwa morago yo o eletsang go ba tlatsa. A re mo nakong ya gompieno mokgatlho wa bone o tshwere maloko a le masome a mararo le bongwe. A supa fa maloko ao bontsi e le bomme le rre a le mongwe fela. O boletse gape gore bangwe ba ba supileng kgatlhego mo mokgatlho ke ba ba tswang kwa ntle ga Machaneng. Mme Moatshe a re jaanong ba setse ba ipeetse seelo sa maloko a le masome a mararo le botlhano. O kaile fa dithuso tse ba di abelanang di akaretsa didirisiwa tse di farologanyeng tse di diriswang fa yo mongwe a na le moletlo, leso kgotsa tiro epe fela e e tlhokang kemo nokeng. A re didirisiwa tse di akaretsa dipitsa, ditilo, dijana tse ba di rekileng ka bontlha bongwe ja madi a ba a kokoanyang. O tsweletse a re fa godimo ga moo, go na le madi a mangwe a ba tlaa bong ba a ntsha e ntse e le a dithuso ba bo ba thusa ka go bereka ka diatla mo tirong ya mong ka bone. “Re kgona gape go fa bang ka rona dikgakololo fa ba kopana le diemo tse ba sa kgoneng go ikemela mo go tsone,” a tlhalosa. Mme Moatshe a re fa e sale mokgatlho o, o simolola go na le tlokafalo e e nametsang mo matshelong a bone. A re ba nna ba ipaakanyeditse seemo sengwe le sengwe se se ka tlhagogang botshelo bo ntse bo tsweletse. O kaile gore go siana o kopa dithuso seemo se setse se gorogile ga se selo se se siameng. A supa fa mokgatlho wa bone o bipa lehuma. A re mo nakong ya gompieno ba mo dithulaganyong tsa go kwadisa mokgatlho wa bone semmuso ka fa molaong. O ne a supa gore fa dithulaganyo tsa go kwadisa di sena go wela, ba tlaa atlolosa le dithuso tsa bone. A bolela gore dingwe tse ba setseng ba ikaeletse go di dira ke go tsaa boikarabelo ba go phepafatsa motse wa Machaneng ka botsogo e le bone bo tlang pele mo setshabeng. Mme Moatshe o ne a rotloetsa setshaba go ikemela ka dinao. A re lehuma ke selo fela se se boi se e reng fa motho a ikemetse go se lwantsha se bo se sa tsee nako go sia. A re mowa wa boipelego le neelano ke nngwe ya tse di ka thusang puso mo ntweng kgatlhanong le seemo sa lehuma. BOKHUTLO society 9 Basha ba fetola tsamaiso ya botsetsi - Mokhobe Mme Gakenne Mokhobe wa dingwaga tse di masome a supa le boraro kwa Khekhenye o supile matshwenyego ka fa basha ba fetotseng botsetsi ka teng. E rile a bua mo potsolotsong, lebutswa-pele leo lene la supa fa matshwenyego magolo ele go tlhoka go nna mo ntlong le go tlhoka go ikilela ga basha fa ba le mo botsetsing mme a re se se dira gore bana ba tshabelelwe ke malwetsi a tshwana khujwana. Mme Mokhobe one gape a kaya fa go tlhoka go ikilela go le gontsi mo botsetsing ja segompieno ka jaana ntlo ya motsetsi e kgona go tsenwa ke mongwe le mongwe. A re se se ngomolang pelo ke gore diphetogo tse, di tsile jaana le mororo peo ya botsetsi mo nakong ya segompieno e ne e ka nna motlhofo ka jaana go na le dilo tsa sesha jaaka matlwana a boitiketso a a mo ntlong le metsi tota. Mme Mokhobe a re mo nakong ya bone go ne go le thata ka jaana motsetsi a ne a sa tshwanela go bonwa kwa ntle ntswa go ne go sena ditlamelo tsa go nna jalo. O kaile fa mo nakong ya gompieno ngwao ya botsetse e nyeletse ka go feteletse sekgowa se sentsi, a kaya fa botsetse bo sa tlhole bo ilelwa jaaka pele. O ne a supa fa mo malatsing ano monna a kgona go baya mosadi wa gagwe botsetse, a kaya gape fa gompieno banna ba kgona go tsena mo ntlong fa mme a belega, selo se a se kaileng e le seemo se se sisimosang mmele. Mme Mokhobe o gateletse fa ditlhabololo tsa maranyane e le tsone di tlhakatlhakantseng dilo le go feta, jaaka fa ngwana a kgona go tsewa dinepe fela fa a sena go belegwa mme a tsenngwe mo maranyane jaaka Facebook. O kaile fa malatsi ano motsetsi a nna mo ntlong selekanyo sa malatsi a a a filweng kwa tirong mme morago a tswe, a supa fa se se na le seabe mo go nyeletseng ngwao ya botsetsi. BOKHUTLO health 6 Sekole se ipelela maduo Mookamedi wa kompone ya Dental Smiles, Rre Kevin Mahilo o akgotse bana ba ba neng ba dira lokwalo lwa bosupa ngogola ba sekole se sebotlana sa Matsaudi, go tswa ka tse di tsididi mo maduong a makgaolakgang. Rre Mahilo o ba akgoptse jamo kwa moletlong wa go ipelela maduo a bana bao bosheng. O ne a tlhalosetsa dikgantshwane tseo fa ba tlhoka botsipa jo bo rileng gore ba kgone go lebagana le dikgwetlho tse di ba emang pele. O ne gape a ba gakolola gore mongwe le mongwe wa bone o na le bokgoni jwa gagwe, ka jalo a ba kgothatsa go dira ka natla le ka manontlhotlho mo tirong ya bone ya sekole, a tlhalosa fa jaanong ba ya go kopana le tiro e ntsi kwa mophatong wa ntlha. Rre Mahilo o ne a ba kgothatsa go ipeela seelo se ba tlaa abong ba berekela mo go sone ka dinako tsotlhe, a tlhalosa fa seo se ka ba thusa go diragatsa ditoro tsa bone. O bile a kgothatsa bana gore ba seka ba letlelela boitlhobogo le go palelwa kwa pele, mme a ba gwetlha go tswelela ka go bereka thata le go sa ipona tsapa go botsa barutabana fa ba sa tlhaloganyeng teng. “Le seka la ya gore tlhabisa ditlhong kwa le ileng teng mme le ye go tlhoafala go gaisa se le se dirileng mo Matsaudi. Re motlotlo thata ka lona ka go dira ditso tse di kalo mo motsaneng o wa Matsaudi,” a tlhalosa. BOKHUTLO education 4