title text orig_label label Maitsholo a banana ga a jese monate Mookamedi wa setlhopha sa banana sa metshameko ya bodiragatsi, o kopile banana go fetola maitsholo a bone mabapi le nnotagi. Rre Samson Mokoba, mookamedi wa setlhopha sa Medupe, a re nnotagi, bakapelo ba le bantsi le dikotsi tsa tsela, di tsweletse ka go gapela banana matshelo. A re ka jalo go tlhoka gore banana ba fetole maitsholo a bone go itshireletsa. O tsweletse ka gore maitsholo a banana bangwe a tshedisetsa batsadi le setshaba mo letshogong. Rre Mokoba a re tiriso ya ditagi e baka dintwa, kwelo tlase mo dithutong, dipolaano tsa baratani, tse tsotlhe a tlhalositseng fa di tsisa ditlamorago tse di botlhoko mo matshelong a banana ka di ba senyetsa bokamoso. A re morago ga lebaka, dikai tsa tiriso ya ditagi botlhaswa di simolola go itshupa mo mebeleng ya banana. O boletse fa bojalwa bo koafatsa makgwafo, boboko, gape bo tsisa malwetse a pelo mme gape bo ka baka le go lwala tlhaloganyo. O tlhalositse fa go lemogilwe fa go iphetisa dino go kuketsa go tsenwa ke mogare wa HIV motlhofo ka gore fa motho a itshietse phetelela, o feleletsa a tlhakanetse dikobo a sa dirise sekausu. O boletse fa mokgatlho wa gagwe o ikaeletse go tswelela o ruta banana ba lefatshe la Botswana ka bophara ka botlhokwa jwa go itshwara sentle go babalela matshelo a bone. Rre Mokoba a re banana ba ba sa fetsang dithuto tsa bone ba tseye sebaka sa ngwaga wa 2013 go boela dikoleng, a re go dira jalo go ka ba namola mo lehumeng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Sekoto o kopa thotloetso Rre Batshane Sekoto go tswa Masunga mo kgotleng ya Shakashokwe o simolotse go dira dikolotsana tsa ditshipi ka ngwaga wa 2003, mme o simolotse ka sefofane. O tlhalositse fa a tshotswe ka talente eo mme a sa ya sekoleng go ithutela tiro eo. O tsweletse a tlhalosa fa a simolotse go dira kolotsana ka ngwaga wa 2002 mo Selebi Phikwe mme a re ka 2005 o ne a dira kolotsana ya ditshipi e e neng ya rekwa ke rre mongwe wa mojanala ka P2 000 kwa Phikwe. A re maikaelelo a gagwe ke go batla lefelo le a ka direlang mo go lone gore batho ba kgone go tla go bona bonatla le botswerere jo a bo dirang, le gone go pagama dikolotsana tseo. Rre Sekoto a re kgwetlho e a kopanang le yone ke go tlhoka barotloetsi mme o ne a felela a dira mokgwanto go tswa Masunga go ya Pretoria. A re o dirile se e le tsela nngwe ya go kgobokanya madi go feleletsa kolotsana le go godisa kgwebo. Le fa go ntse jalo, a re o santse a sokola ka go bona barotloetsi mme o leka ka bojotlhe go kopa thotloetso mo Batswaneng le dikgwebo. A re Batswana ba ne ba mo rotloetsa ka madi mme keletso ke go oketsa madi a a setseng a na le one gore a kgone go fetsa kolotsana. A re o tlaa tswelela ka go dira megwanto e le tsela nngwe ya go leka go batla barotloetsi le go bontsha Batswana bokgoni jwa gagwe. Rre Sekoto o rotloeditse banana ka ene go dirisa ditalente tsa bone, a re ba seka ba ipona tsapa mo go se ba se dirang ka go tlaa ba solegela molemo gape ba tsholetsa serodumo sa lefatshe la bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mokute o tsosolosa ngwao ka poko E re ka banana ba rotloediwa go itshetsa ka ditalente tsa bone, go intsha mo lehumeng ga mmogo le go fokotsa letlhoko la ditiro, bangwe ba santse ba saletse kwa morago fa bangwe bone ba tsweletse ka go itshetsa ka mabogo a bone e bile maiteko a bone a tswa tema. Mongwe wa banana ba ba dirisang talente ya bone go tsosolosa ngwao ga mmogo le go itshetsa ke Mme Boitumelo Mokute wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa Kanye. Mme Mokute yo o itshetsang ka go kwala maboko a Setswana, a re o tswa kgakala a rata dipina le maboko mme ya re nako e ntse e tsamaya a bona gole botoka gore a simolole go a kwala go fetisa molaetsa ka fa a lebang dilo ka teng. A re maboko ke mokwalo o o supang maikutlo a mmoki kana mokwadi ka dilo tse di farologaneng jaaka batho, diphologolo ga mmogo le ditiragalo ka go farologana. A re gape ke nngwe ya ditiro tsa go tshegetsa ngwao ka go ne go tlwaelesegile thata bogologolo gore maboko a fetisa molaetsa kana go tlotlomatsa le go fa motho seriti. O tlhalosa gore bogologolo go ne go tlwaelesegile gore kgosi e a bokwa go e fa tlotlo le go e lebogela seabe sa yone mo morafeng, gape ka nako ya meletlo e tshwana le manyalo, monyadi one a bokiwa e le go supa boitumelo jwa gore o tsene mo legatong le lengwe la botshelo. A re mo kgwebong ya gagwe mo nakong ya gompieno, o remeletse thata mo go kwaleng maboko ka batho, e le go ba tlotlomatsa ba santse ba tshela gore ba seka ba lemogiwa ka ditiro tsa bone le mekgwa ya bone fa ga ba setse ba tlhokafetse. A re maboko a gagwe o a kwala a dirisa manatetsha puo a Setswana jaaka diane ga mmogo le puo e e bofitlha go supa Setswana se seneng se tlotlilwe thata bogologolo fa go bokiwa go kaya dilo. MmeMokutearefaabokao kwala motho ka fa a ntseng ka teng, tebego tsa gagwe le se a se ratang gore mmadi le ene a kgone go nna le setshwantsho sa motho fa a bala leboko leo. A re o leboga morotlotsi wa gagwe yo motona ebong, Tautona Mokgweetsi Masisi ka a nnile le seabe se golo mo kgolong ya kgwebo ya gagwe, ka a ne a mofa maele a go ka tokafatsa kgwebo ya gagwe ga mmogo le go mmapatsa. O tlhalositse gore Rre Masisi onearekamabokomogoene, mme seo sa mo dira motlotlo ga mmogo le go mofa ipapatso ya maemo a ntlha kwa dikhanseleng le bodiredi jwa puso. A re seo se ne sa mo tiisa moko le gore a itse gore fa a dira leboko a le dire ka botswapelo gore letle le kgatlhe moreki. A re le fa a tsweletse sentle, o nalekgwetlhoyamadikagole turu go dira leboko le le feletseng, jaaka go le ntlafatsa ka foraime ga mmogo le go dira dikgatiso tsa lone. A re dikgatiso di a tura ka di fa mokwadi boikarabelo le tshwanelo e e tsepameng ya gore ke ene mong wa mokwalo oo gore ope a seka a mokopela. Le fa gontse jalo, a re maikaelolo a gagwe ke go kwala maboko a mangwe ka sekgoa go boka bajanala ga mmogo le ditso tse di amanngwang le bojanala, e le sesupo sa gore o leboga seabe se bajanala ba nang le sone mo kgolong ya itsholelo ya lefatshe la Botswana. Mme Mokute o weditse ka go rotloetsa banana botlhe go dirisa botswerere jwa bone go itshetsa. A re talente ke yone tiro mo nakong eno, ka jalo go botlhokwa gore banana ba iphire ba ijese. arts_culture_entertainment_and_media 0 Babereki ba rotloediwa go tsenya marapo dinameng Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Borakalalo mo Molepolole, Rre Busang Lekote o kgadile a sa kgwe mathe babereki ba ipelegeng ba ba boitseme mo tirong. Rre Lekote o ntshitse ngongora ka letsatsi la khiro ya babereki ba ipegeleng kwa kgotleng ya Borakalalo ka Labone. A re babereki fa ba tsena kwa ditirong tse di farologaneng tse ba di filweng ba feta ba tlhaba kgobe ka mutlwa ba tsaya dikgang ba sa bereke go fitlhelela letsatsi le wela. Modulasetilo a re babereki dinako tse dingwe ga ba obamele nako e go theogelwang ka yone, a re bangwe ba tla morago mo tirong. A re ba lemogile gape fa go na le bangwe ba e reng go theogetswe ba bo ba ya bojalweng. Rre Lekote a re go lemogeng fa mokgwa o babereki ba tsayang tiro ka teng o sa fetoge, ba ne ba ikopanya le khansele ya Kweneng mme ba dumalana gore ba ba sa direng tiro e ba e hiretsweng mo lenaneong la ipelegeng ba tlaa kgaolwa kana go fokotswe dituelo tsa bone. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Borakalalo, Mme Banyanabotlhe Baatweng a re bangwe ba babereki ba ipelegeng ba ba kgobotla ka mafoko. A re ba ba bitsa maina a a duleng mo tseleng. Mme Baatweng a re se se ngomolang pelo ke go bo mafoko a a sa siamang ao a tswa ka bagolo. Mo go tse dingwe, Rre Lekote o ne a tlhalosetsa morafe fa ba simolotse go baakanyetsa boipuso. A re boipuso ja monongwaga ke jo bo faphegileng ka jalo bo tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng. A re ba tlaa kgobokanya madi ka go rulaganya maitiso a dikgaisanyo tsa mmabontle. Modulasetilo o tlhalositse fa batsayakarolo e tlaa nna bagolo ba ba dingwaga tse di masome a matlhano go ya kwa godimo. A re jaaka lefatshe la Botswana le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano ba bonye go le maleba go kgobokanya madi a go baakanyetsa boipuso ka go rulaganya dikgaisanyo tsa mmabontle tsa bagolo e le nngwe tsela ya go ba leboga go bo ba nnile le seabe mo go se lefatshe leno e leng sone. BOKHUTLO society 9 Seemo sa matlakala kwa Sehithwa se a tshwenya Modiri wa Khansele potlana ya Maun mo lekalaneng la tlhokomelo tikologo mo Sehithwa, Mme Keatlaretse Moyo o gwetlhile banni ba motse oo go tlhagafalela go phepafatsa motse wa bone. Mme Moyo o buile jalo mo thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la Environmental Affairs kwa Sehithwa ka Mosupologo. O tlhalositse fa matlakala a tletsetletse gongwe le gongwe mo motseng oo, mme a re seo se a tshwenya ka botsogo bo tsamaelana le tikologo. Mme Moyo o ne a supa fa khansele-potlana ya Maun e na le dikgaisanyo tsa metse tsa bophepa, mme a re ka maswabi motse wa Sehithwa ga o ke o atlega. Ka jalo o ne a ba kgothatsa gore ba ititeye ka thupana ba simolole go tlhokomela tikologo ya bone ka go tshwara matlakala sentle gore a isiwe kwa go tshwanetseng. Mothusa mookamela sepodisi sa Sehithwa Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng ene o ne a gakolola barui go tlhokomela leruo la bone gore le seka la nna diphatsa mo bathong le tikologo. Rre Ikobeng a re barui ba tshwanetse go netefatsa gore leruo ga le nne diphatsa mo ditseleng tsa dikoloi, mo go ka bakang dikotsi tsa tsela. O bile a re leruo le le tshwanang le dintsa le ka nna borai fa le loma batho, mme le sa kentelwa molafo, ka jalo a re barui ba tsone ba di ele tlhoko. Mogolwane wa lephata la Environmental Affairs mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Jobe Manga o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e le go rutuntsha banni ba motse wa Sehithwa le e e mabapi ka botlhokwa jwa go somarela tikologo le methale e mengwe ya itshetso. environment 5 Dipolase le moepo di baya morafe ka fa mosing Banni ba Medie kwa kgaolong ya Kweneng ba ngongorega ka gore lephata la kabo ditsha le diega go ba baya ditsha tsa masimo. Banni ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lephata la kabo ditsha mabapi le dipolase tse di segilweng tsa kgwebo ya temo ya dijo gaufi le motse wa Kweneng. Ba tlhalositse fa ba sena kwa ba lemang teng ba re le yone naga ya mafudiso e ngotlegile ka ntlha ya dipolasi tseo le moepo wa magala. Mongwe wa banni, Rre Sethanka Nkgowe o boletse fa a na le lebaka le leele a tsentse kopo ya go bewa masimo kwa Medie mme nako kgolo ele eno. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana tshimo ya ga mmaagwe e ba neng ba e lema e tserwe ke moepo wa magala. Rre Gaobuse Mogolwane le ene o amilwe ke go tla ga moepo kwa Medie ka jaana a tseetswe lefatshe go sutela ditlhabololo. Rre Mogolwane a re o setse a iphotlhere morago gore tumalano magareng ga gagwe le moepo e seka ya diragadiwa. O kaile gape fa lephata la kabo ditsha le kaile gore botlhe ba ba amilweng ke go sutela moepo ba tlaa thusiwa ka pela phatlha ya lefatshe e ba ka bewang teng e bonetse, maitlamo a a reng ga a diragadiwa. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Medie, Rre Mothusi Akanyang, o supile fa ba sa tlhole ba na le lefatshe la masimo. A re ditlhabololo tse di tsileng di ngotlile lefatshe la mafudiso kwaMedie le Kweneng. A re sebe sa phiri ke gore batho ba ba sutisitsweng ke moepo fa ba iponetse phatlha lephata la kabo ditsha le gana go ba baya. Erile a akgela modulasetilo wa lephata le legolwane la kabo ditsha kwa Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, o boletse fa leeto la bone e ne e le go tlisa morero mo bathong ba metse e e amilweng ke go tla ga ditlhabololo tsa dipolase tse di segilweng. Metse eo e akaratsa Medie, Kweneng le Boatlaname ka go bonwe lefatshe mo kgaolong eo gore go ka lengwa dijo tsa sika loo mabele. Rre Babitseng a re lefatshe la dipolase tsa thuo lone le bonwe kwa Kweneng Bophirima kwa le gone go segilweng dipolase di le lesome le botlhanao tsa thuo. Le fa go ntse jalo fa a tsibogela matshwenyego a banni, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha o tlhalositse gore lefatshe ga le gole. O gakolotse morafe gore o amogele ditlhabololo, a tlatsa ka gore leeto la bone e ne e le go tsaya megopolo fela e seng go tsaya ditshwetso. Dipolase tseo tsa temo le thuo go bolelwa di tlaa phatlaladiwa semmuso ka kgwedi ya Phukwi. society 9 Kgosi Chikuba o lela ka leuba Kgosi Clarence Chikuba wa Masukwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re ba tlaa dika ba kokonetswe ke manokonoko a leuba ka ntlha ya pula e e neleng ka boutsana mono ngwaga. Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Chikuba o tlhalositse fa morafe wa Masukwane o ne o lemile mme ba itswela fela ka dijalo di tshubilwe ke letsatsi le le bogale. Kgosi o buile fa peo e latlhilwe ka e shetse mo mmung ka ntlha ya letsatsi le letlhoko la pula. E ne ya re ka Motsheganong Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlhomamisa fa ngwaga wa 2018/19 e le wa leuba ka ntlha ya letlhoko la pula le letsatsi le le bogale tse di bakileng go sha ga dijalo. Kgosi Chikuba a re bangwe ba ne ba beile ditema di ka nna pedi kgotsa tharo mme se e ne e le kwelotlase ka mo dingwageng tse dingwe balemi ba ne ba kgona go lema ditema di ka nna thataro. O gateletse fa leruo la bone le tlaa dika le bolailwe ke mopalo ka ntlha ya letlhoko la mafulo, ka jalo a kopa morafe gore o ipaakanyetse seemo se. A re o tshwentswe ke gore Batswana bangwe ga ba a itlwaetsa go jesa dikgomo, segolo bogolo mo kgaolong ya gagwe ka ba dumela mo phudisong e e gololesegileng. Kgosi a re le ntswa puso e dule ka lenaneo la go thusa ba ba rekang dijo tsa leruo ka go ba fokoletsa ditlhwatlhwa, batho ga ba le nwe moro. Kgosi o gateletse gore nako e gorogile ya gore balemi-barui ba ithute go jesa dikgomo ba seka ba baya mo Modimong go nesa pula, se ele go ipaakanyetsa diemo tsa leuba. O supile fa a itumedisiwa ke gore matamo a bone ka bobedi a santse a na le metsi a mantsi a a tlaa ba gogang go fitlhelela dipula di na. A re Masukwane o segofetse ka letamo le le epilweng ka Ipelegeng fa le lengwe le letona ba le epetswe ke ba Lephata la Temo-Thuo. Mo go tse dingwe, Kgosi Chikuba o buile fa a tshwentswe ke dintsa le bo phokoje ba ba jang dipodi fa di ile mafulong. A re bophokoje go a tlhaloganyesega fa ba aja dipodi ka e le tlwaelo gore phologolo eo e ja dipodi mme fa e le dintsa tsone go ngomola pelo. “Bangwe ba rua dintsa tse dintsi mme ba palelwa ke go di tlhokomela, ka jalo di tshwara dipodi tsa batho di a dija.” Kgosi a re dintsa tse dintsi di sasankega mo mebileng ka ntlha ya go tlhoka tlhokomelo, ka jalo a kopa banni gore ba rue palo e ba itseng gore ba tlaa e kgona. Le fa go ntse jalo, Kgosi Chikuba a re o itumelela gore bogodu jwa leruo ga bo yo mo Masukwane fa go tshwantshanngwa le metse e mengwe. Kgosi Chikuba o ne a re go bo go sena bogodu jwa leruo ke sesupo sa gore morafe o tshwaragane sentle ka go le gantsi beng-gae ke bone ba utswelanang leruo kana ka tsela nngwe ba rotloetsa bogodu. environment 5 Modulasetilo o galaletsa bodiragatsi Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Slyevester Masweu a re badiragatsi ba tshwanetse go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo. Fa a bua kwa tshimolodisong ya dikgaisanyo tsa mmino wa Sebirwa le Hosana kwa Bobonong ka Matlhatso, a re go diragatsa go tshwanetse go tswewa fela jaaka tiro ya sennela ruri. Rre Masweu a re go tswa goo Lowe baeteledipele ba Botswana ba rotloetsa bodiragatsi mme a supa fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ene o ne a seegela malatsi a ga Tautona a boitapoloso fa thoko go nna a go ipelela ngwao. A re Tautona o ne a dira seo ka a ne a bone fa ngwao ya Batswana e nyelela. O supile fa Batswana ba na le ngwao e e nonneng e ba ka e bapatsang go itshetsa ka yone mo gae le kwa mafatsheng a sele. Rre Masweu a re go tswa kgakala Batswana ba dirisa ngwao, bogolo jang pina le go bina go ipelela dilo tse di farologanyeng jaaka thobo, go kopa le go lebogela pula gammogo le go ipelela phenyo. Modualsetilo o boletse gore fa e sale Tautona Khama a tsosolosa ngwao badiragatsi ba kgona go dira madi. A re fa Tautona a ka bo a sa tsaya tswetso ya go tsosolosa ngwao mo dingwageng tse di tlang ngwao ya Batswana e ne e tlaa nyelelea. Rre Masweu o kgothaditse Batswana go ema nokeng badiragatsi a re nako e fetile e badiragatsi ba neng ba tsewa jaaka batho ba ba senang tlhaloganyo le boikarabelo. Fa a tlhalosa ka tiro ya letsatsi leo la dikgaisanyo, moeteledipele wa lephata la thabololo banana metshameko le ngwao, Mme Keneilwe Mmusi o supile fa Batswana ba na le dingwao tse di farologanyeng mme dikgaisanyo tse e le tsela nngwe ya go kopanya merafe. A re ngwao ya Sebirwa le ya Sekalaka di a tsamaelana mme dikgaisanyo tse di tlaa dira gore bangwe ba anye mo go ba bangwe. Mme Mmusi a re mmino le kopelo gape di ka dirisiwa go tswakanya itsholelo jaaka ditlhopha dingwe tsa Botswana di setse di kile tsa ya go diragatsa kwa mafatsheng a sele. Metshameko e e ne e kgobokantse ditlhopha tsa mmino wa Sebirwa di roba bobedi ebong sa Dinare sa Tsetsebye, Mosekaphofu, Re tla Re Ke Dipitse, Manameja Nkwe di tswa Bobonong, Sekgobokgobo, Mothophi le Motlhabeng tsone di tswa Mabolwe, le sa Kadeleja go tswa Molalatau. Tse di tswang kwa Bokone Botlhaba tsa mmino wa Hosana di ne di le lesome le bobedi ebong sa Thako ya Pitse go tswa Ramokgwebana, Bakani Tjilenge Cultural Group, Tjilenge Tje Ngwao, Makole e Vula Cultural Group, Tjilenge Tje Buya di tswa Francistown, sa Dikgosi tsa Ngwao, Kopano Cultural Group le Maitengwe Cultural Group go tswa Tutume, Kombelani, Dikokomani tsa Ga Mbalambi, Batani Group le Kudzani Tjilenge Group. Mo mminong wa Sebirwa setlhopha sa Mosekaphofu se ne sa gapa maemo a ntlha se latelwa ke sa Re tla Re Ke Dipitse, fa sa Manameja sa Mothabeng se tsere a bone. Setlhopha sa Tjilenge Tje Ngwao se gapile a ntlha mo go Hosana se salwa morago ke sa Kombelani, Thako ya Pitse e tsere a boraro, fa a bone a tserwe ke Kudzani Tjilenge. ENDS arts_culture_entertainment_and_media 0 Go lwantsha kgokgontsho go a pala Tona wa Merero ya Setshaba, Mesepele le tsa Bong Rre Ngaka Ngaka a re maiteko a lefatshe leno a go lwantsha kgokgontsho a wela mo motlhobodikeng. E rile a bua mo thuto-puisanyong ya go lwantsha kgokgontsho ya bong ka Labone kwa Kasane, Rre Ngaka a re seo se supiwa ke gore le fa maiteko a dirwa go ruta batho ka kgokgontsho, dipalo tsa yone tsone di ntse di golela pele. A re seo ke kgwetlho gore baeteledipele ba morafe ka go farologana ba rutwe ka kgokgontsho ya bong gore ba tle ba rolele thuto eo kwa setshabeng se ba se eteletseng pele. Rre Ngaka, yo e bileng e le mopalamente wa Letlhakeng/Takatokwane, a re o na le tsholofelo ya gore fa mongwe le mongwe a ka nna le seabe mo thutong ya kgokgontsho ya bong, go ka nna le phetogo. A re Botswana o itsege ka puso ya batho ka batho, e bile e le lefatshe la barata kagiso, mme fa dipalo tsa kgokgontsho jaaka dipetelelo, dititeo le tiriso botlhaswa ya bana di ntse di oketsega, go senya leina le lentle la lefatshe leno. Tona Ngaka a re kgokgontsho e na le matshosetsi mo itsholelong ka jaana bagwebi, babeeletsi le bajanala ba ka tshaba go tla mo lefatsheng le le nang le dipalo tse di feteletseng tsa yone. O bile a re lephata la gagwe le tlhophile go tshegetsa thuto-puisanyo ya kgokgontsho le bogogi jwa Chobe ka jaana le tshwentswe ke dipalo tse di oketsagang tsa go gweba ka mmele. A re kgwebo eo, e e bileng e se ka fa molaong, e gakatsa seemo sa HIV/AIDS le boimana jo bo sa ipaakanyediwang, mme puso e ka seke e itlhokomolose selo seo. O bile a re go tswa bogologolo go buiwa thata ka bomme ba ba mo kgwebong eo, mme jaanong ke nako ya gore go buiwe ka bareki ba e leng bone barotloetsi ba yone. Rre Ngaka a re fa borre ba ka tlogela go reka, kgwebo eo e ka nyelela. Fa a bua ka dipalo tsa kgokgontsho mo Chobe, a re di supa fa mosadi a le mongwe mo go ba bararo ba kgokgontshiwa, mme banna bone e le lesome mo lekgolong fela. A re go lemotshega gore bana ba basimane ga ba neelwe dithuto tsa botshelo mo go lekaneng jaaka ba basetsana. Tona o ne a akgola bomme ka gore fa ngwana wa mosetsana a tsena mo dingwageng tse di rileng, ba mo neela maele a botshelo. A re maswabi ke gore wa mosimane ene o kopana le maele ao fela fa a ka nna lesego a nyala kana a setse a tlhokile lesego a dirile molato. O kopile bagogi ba morafe go tlhama dikomiti tsa basimane tse di ka dirisiwang go buisana le bone ka botshelo ka kakaretso, ebile a re ba ka etela ditlhopha tsa kgwele ya dinao go bua le tsone ka jaana bogwera bo sa tlhole bo le teng. Tona a re seo se ka thusa gore bana ba basimane ba nne le setho se se amogelesegang. A re le fa a lemoga fa bomme ba bua le basetsana, ba tshwanetse gape go ba lemotsha gore go a kgonagala gore ba ka tshela ntle le go ikaega ka itsholelo ya ba basimane. Tona Ngaka a re Batswana ba tshwanetse go latlha mokgwa wa gore ‘ga di nkame’, mme ba tshwaraganele kgodiso ya bana ka jaana fa ba itlhokomolosa seo, e tle e re botshelo bo ntse bo tsweletse fa gongwe ngwana yo o tlhokileng kgodiso e e lolameng a gobatse mongwe wa lesika kana ngwana mo lwapeng. Mo go tse dingwe a re go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana go tshwanetse ga kgalwa ka jaana le mo Baebeleng go se na gope fa go rotloediwang teng, e bile Baebele e bua fela ka basadi le banna ba ba nyalaneng, e seng ‘bo rraagwe ngwanake’. E ne e rile go le pele, Constable Kesegofetse Keitumetse, yo e leng ene a lebaganeng le dikgang tsa kgokgontsho mo sepodising sa Chobe, a supa gore ka dingwaga tsa 2017, 2018 le monongwaga ba kwadisitse melato ya petelelo e supa ngwaga mongwe le mongwe fa tsa dipolao tsone di nnile thataro ka 2017, bongwe ka 2018 le bongwe ngwaga ono go fitlha kgwedi ya Phatwe. Constable Keitumetse a re tsa dititeo tsone di nnile makgolo mararo le bobedi ngwagatlola, masome a marataro le botlhano ngogola le tse di masome a a ferang bobedi le bobedi ngwaga ono fa tsa go gobatsa di nnile masome mabedi le bofera bobedi 28 ngwagatlola, nne ngogola le bongwe monongwaga. A re dikgwetlho tse mapodisi a nnang le tsone ke gore bangongoregi ba tsholola dikgang, bosupi bo a senngwa le gore fa go amegileng bana teng, batsadi bangwe ga ba dirisanye le mapodisi sentle e bile fa bana ba foseditswe ba a tshosediwa mme ba ngosele go ntsha bosupi jotlhe. crime_law_and_justice 1 Tiriso ya motokwane e a tshwenya Ramapodisi wa Letlhakane, Superintendent Robert Mack, a re ba tshwenngwa ke tiriso le go tsamaisiwa ga motokwane mo go ileng magoletsa mo kgaolong ya gagwe. Supt Mack o tlhalositse mo potsolotsong bosheng gore bontsi jwa batho ba ba fitlhelwang ka setlhatshana se ke Batswana ba go lebegang ba gweba ka sone gammogo le bakgweetsi ba dikoloi tsa megobagoba tse eleng tsone di se rwalang. Mo go tse dingwe, Supt Mack o supile fa ba tshwenngwa gape ke go thujwa ga marekisetso mo Letlhakane segolo jang a dibara jalo a kopa beng ba marekisetso go tsenya itshireletso ya dialamo ka ditshipi tse di thibelang magodu go lebega jaanong di le motlhofo go senngwa. O bile a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke dikiteo tse di potlana tse di diragalang thata kwa merakeng go sena go nowa khadi le majalwa a mangwe a a dirwang mme a se ka fa molaong. Supt Mack o kopile batho go ikgapha mo dintweng le fa ba tlhokile kutlwisisano ka gore dikiteo le fa ele tse di potlana di kgona go baka loso.Supt Mack o tsweletse a kopa batho ba ba dirang majalwa go kopa tetla mo dikgosing tsa metse ya bone gore ba seka ba iphitlhela ba dira majalwa a a seng ka fa molaong. Mo go tse dingwe, ramapodisi wa Orapa Superintendent Kabo Badirwang a re ba tlhola beng ba mabenkele a a rekisang nama kgapetsakgapetsa go netefatsa gore ga ba rekise leruo la bogodu ka bogodu jwa leruo bo le kwa godimo mo kgaolong ya gagwe. Supt Badirwang a re ba emisitse mokgwa o o neng o direga mo toropong ya Orapa o beng ba dikgomo ba neng ba di bolaya ba bo ba di rekisetsa babereki ba moepo wa Orapa ka dirwe, ka ga go ka fa molaong gonne dikgomo tsa teng di a bo di sa tlhatlhobiwa. A re ba buile le bogogi jwa moepo wa Orapa go ba thusa go laola seemo seo gore batho ba je nama e e bolaetsweng kwa matlhabelong e bile e tlhatlhobilwe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go tsibogela malwetse ka nako go ka thusa Banni ba motse wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone ga mmogo le jwa bana ka go tsibogela dikai tsa malwetse a a itshupang mo mebeleng ya bone gore ba thusiwe nako e sale teng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Dr Fedile Lumbala o supile fa malwetse mangwe a le borai fela thata mme a tlhoka go tsibogelwa go sale nako gore a alafiwe a ise a kekele. O gakolotse banni go tsibogela malwetse segolo jang a itebagantse le jwa go swa mhama, a kaya fa bolwetse joo bo le borai fela thata ka bo bolaya ditshika tsa mmele le go koafatsa mabogo, maoto le dikarolo tse dingwe tsa mmele mme motho a felele a tshela ka bogole botshelo jwa gagwe jotlhe. A re bolwetse jo bo tshabelela bana ba ba dingwaga di ka fa tlase ga lesome le botlhano mme bo ka lemogiwa ka go nna ka mmele o o botlhoko le go nna bokoa ga ditokololo mme fela go botlhokwa go atametsa ngwana kwa kokelong fa go lemogiwa dikai tse gore a tlhatlhobiwe nako e sale teng. Dr Lumbala a re le mororo bolwetse jo bo sena kalafi ka jaana bana ba ba suleng mhama ba sa kgone go dirisa ditokololo tse di amegileng mme fela gone bo ka thibelwa. O gakolotse bommabana go tlhomamisa gore bana ba amogela marothodi le mekento e e sireletsang mo bolwetseng jo le go netefatsa gore ba tshelela mo tikologong e e phepa ka nako tsotlhe ka gonne leswe le baka malwetse a a farologaneng. O tsweletse a re maikaelelo a puso ke go fedisa bolwetse jwa go swa mhama mo lefatsheng leno mme seo se ka kgonagala fela fa go na le tshwaragano ya setshaba ka go netefatsa gore ba tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone le jwa bana ba bone. Mooki wa kokelo ya Takatokwane, Mme Bettina Mokhawe o boletse fa tomagano ya baruti le dingaka tsa setso e le botlhokwa fela thata ka jaana Batswana bangwe ba kgona go kopa thuso mo baruting kgotsa dingakeng tsa setso jalo le bone ba tshwanetse go itse le go tlhatlhelelwa ka dikai tsa malwetse a a farologaneng gore ba rotloetse balwetse go ya kokelong fa ba lemoga dikai dingwe tsa bolwetse jo mo go bone ka bo tlhoka go tsibogelwa go sale nako. E ne e rile go le pele, kgosi wa motse oo, Rre Motsiele Tsiane a gakolola morafe wa gagwe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone ka go tshwanetse gore motho ka bo ene a ikgaphe le go itshireletsa mo malwetseng a a farologaneng gammogo le go ela tlhoko gore ka nako tsotlhe ba itekodisa ba bongaka go bona dithuso. Kgosi Tsiane o lebogetse tshwaragano le tomagano magareng ga bone le badiri ba kokelo eo gammogo go rulaganya dithuto tsa mofuta o go tsibosa setshaba ka tsa botsogo gore se seka sa nyelediwa ke malwetse ka ntlha ya go tlhoka kitso le thuto ka malwetse a a farologaneng. BOKHUTLO health 6 Go dira ditshwantsho go fetola William Rre Emafa William wa Gunutsoga kwa Nhabe, o tsaere malebela a go betla legong kwa Okavango Artist Association. Go dira ditshwantsho tsa legong go fetotse botshelo jwa monana yo ka a setse a ikagetse fa a latsang tlhogo teng e bile a goketse motlakase. E rile mo potsolotsong bosheng, Rre William yo o dingwaga di masome mararo le bobedi, o tlhalositse fa mokgatlho wa Okavango Artist Association o mmutse matlho ka ngwaga wa 2012 mme a tsaya botsipa jwa go dirisa legong le le omileng go na le go dirisa le le metsi. “Fa ke sena go tsena mokgatlho o, ke ne ka emisa go dira dilo tse di tlwaelesegileng jaaka dikika, mme ka simolola go betla ditshwantsho tse di nang le boleng e bile di na le molaetsa,” a tlhalosa. A re o rutilwe gore go botlhokwa go dirisa legong le le omeletseng ka go dirisa le le metsi go ka kokonela tikologo. O supile fa legong le a le dirisang thata ele pelo ya mophane ka a dumela fa e le motlhofo go phatshima. E re ntswa monana yo a anywile botsipa kwa Okavango Artist Association, o supile fa a tswa goo lowe a rata go betla mathata e ne e le kitso e e neng e tlhokafala. A re o ne a betla mafetlho, mekoro e menyenyane, maswana e le ka lerato fela. Go bona fa a na le lerato mo go direng ka legong, Rre William o tlhalosa fa a ne a bereka mo khamphaning ya Kukama Camp dikgwedi tse thataro, mme mo go tsone o ne a ba kgabisetsa ka dikgong tse a neng a kopana le tsone. O supile malebo a gagwe mo mokgatlhong o ka o ne wa felela o mo isa thuto-puisanong e e neng e tsamaisiwa ke ba ofisi ya banana. “Ke ne ka tsena dithuto tse le bangwe ka nna, moono wa bokopano jo e ne e le go ntsha batshwantshi/ babetli mo go diriseng logong le le metsi ka go dira jalo go felela go senya tikologo,” a tlatsa. Rre William a re ene le batsaya karolo mo dithutong tse ba ne ba dira setshwantsho ka legong, morago sa felela se supiwa mme batho ba se kgatlhegela fela thata. O ne a rutwa gore fa a betla setshwantsho se tshwanetse gore ka dinako tsotlhe se bo se na le bokao le gore se raya eng mo moreking. A re setshwantsho se ba neng ba se dirile mo dithutong tso se ne se tlhalosa letsatsi la me la boitapoloso e le go supa gore motho le fa a ka tswa a bereka, go na le nako ya go ikhutsa. Dingwe tsa ditshwantsho tse di dirilweng ke Rre William ke se a tlhalosang fa a gwetlhilwe ke nonyane ya ntsu fa a se dira. O se file molaetsa o o reng 'fa a fofa', a re mo e ne e le go supegetsa moreki fa ntsu e tshwana fela le motho wa mme e le motsadi e bile a sireletsa bana kgotsa lelwapa la gagwe ka dinako tsotlhe. O tlhalositse fa mokgatlho o, o dira ditshupo tse nne ka ngwaga go ba bapatsa. A re mo go mo thusa fela thata ka e le mmetli go bapatsa ditshwantsho tsa gagwe. Go dira ditshwantsho tse tsa gagwe monana yo o tlhalositse fa a tsaya sebaka sa beke go sekaseka gore setlhare/ logong le a le tshwereng le ka dira eng se se ka kgatlhang moreki a etse tlhoko le molaetsa o se ka o fetisetsang kwa moreking. Dingwe tsa didirisiwa tse a di dirisang go dira tiro e ntle e ke petlwana, chisele, logong le pampiri e e rethefatsang logong, mme go fa setshwantsho se a se betlang boleng a dirisa swai. Le fa go ntse jalo, Rre William o supile fa a ithuta dilo tse dintsi tse di farologaneng ka a tshwara mo Arts& Crafts go dira ka pampiri. O supile fa a bapatsa ditshwantsho tse a di dirileng ka logong teng ka e le kompone ya makgowa. Le mororo, monana yo o tlhalositse fa a sa sekamela kwa go direng ka logong fela, a re o ruile bommutla ba a ikaeleleng go ba rekisetsa ba dikole tse dikgolwane. A re mo go ka baka gore bana ba kgone go bona se ba rutwang ka sone. A re lorato la mebutla le mo tletse morago ga go lebelela lenaneo la molemi-morui mme a kgatlhiwa ke mebutla. Mo ga mo gwetlha go batla mebutla mme ka e le motho wa batho a e fiwa ke mme yo a mmerekang. O tlhalositse fa mo bogompienong e tsetse e bile e setse e le lesome le botlhano ka palo. Rre William o ne a gakolola banana go ema ka dinao ba dirisa ditalente tsa bone ka dinako tsotlhe go na le go ikanya go bereka, ka tiro e kgona go senyega mme talente yone go se ope yo o ka e tsayang mo go bone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Balekane ba Botswana ba aga 
ntlo ya ditso E 
re ka jaana lefatshe la Botswana le saletswe ke dikgwedi di se kaenyana fela
gore Tebelopele ya 2016 e tle bokhutlong, Batswana ba simolotse go ipaakanyetsa
go amogela ngwana yoo ka matsogo oo mabedi. Mo go ipaakanyetseng tiro eo,
 Balekane ba Botswana e nnile bone ba neetsweng tiro ya go di goga kwa pele gore
 ba dire ditriro dingwe tse di rileng tse Batswana ba tlaa ba gopolang ka tsone
fa lefatshe la Botswana le digela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le
ipusa e bile tebelopele ya setshaba le yone e tla bokhutlong. E ne ya re bosheng, 
balekane ba Botswana ba Rasesa ba kopana kwa sekoleng se sebotlana sa Rasesa
maikaelelo a bone e le go simolodisa kago ya ntlo ya ditso e e tla tswelang 
bana bao mosola. E rile a rola maikaelelo a
bone modulasetilo wa balekane bao Mme Letsema Mosweu a supa fa jaaka ba tlaa bo
ba digela dingwaga tse 50 le Botswana, ba tshwanetse ba supa ka tiro nngwe e le
sekao se setshaba se tlaa ba gakologelwang ka yone. A re ka jalo ba ne ba thulanya ditlhogo mme morago ba
dumela go aga ntlo ya ditso kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa bone. Mme Mosweu o ne gape a supa
fa ntlo eo ya ditso e tlaa nna mosola fela thata ka jaana bana ka bontsi ba
golela mo ditlhabologong tsa sesha mme ba tlaa ithuta ka ngwao le ditso tsa 
Setswana mo ntlong eo. “Se se tla morago ga temogo
ya gore bana ga ba itse sepe ka ditso tsa bone mme ra bona fa e ka nna
botlhokwa fela thata mo go goleng ga bone,”ga kaya modulasetilo. Mme Mosweu a re ba ikaeletse
gore ngwaga o o tlang e bo e fedile go ka dirisiwa ke bana mme a kopa batsadi
le morafe ka kakaretso go ba ema nokeng le gone go ba thusa gore ntlo e fele. O bile gape a kopa balekane
ba Botswana ba bangwe ba ba gogang dinao go iteka ka ba ba tlhoka mo tirong eo. Mme Mosweu a re ba tshwanetse
go itsaya tsia ka gore ba lesego go tsholwa ka ngwaga o lefatshe leno le
tsereng boipuso ka lone. E rile Kgosi Rasesa Rasesa wa
motse oo, a ba ema ka lefoko a leboga Balekane ba Botswana ka gore ba dira
tiro e ntle fela thata. A re mo nakong ya gompieno
ngwao ya Batswana e ya nyelela e bile bana ba gola ba sa itse ditso tsa bone
mme kago ya ntlo eo ya ditso e tlaa thusa go ruta bana ka ngwao le ditso tsa
 bone. Mogokgo wa sekolo seo Mme
Dinah Buisanyang o ne a leboga ma ‘66’ ao mme a supa fa ba sa bolo go eletsa go
nna le ntlo eo. A re balekane ba arabile
selelo sa bone ka jaana kwa tshimologong ntlo eo e ne e le teng mme ya re
dingwaga di ntse di ya, ya onala mme ya felela e wele. Mme Buisanyang a re go molemo
thata go bona batsadi ba ema ka dinao go nna le seabe mo thutong ya bana ba
bone ka seo se tlaa ba thusa go itse ditso tsa bone. education 4 WUC e tlaa thusa kwa Kgatleng E re ka jaana seemo sa metsi se sa bolo go tshwenya mo dikgaolong tsa Bokaa le metse ya Dinoka mo Kgatleng, koporase ya Water Utilitiese ikanne go tsibogela seemo seo le go thusa Batswana gore ba nwe metsi go se na mathata. E rile a bua mo phuthegong le lekoko la boeteledipele jwa Kgatleng, moeteledipele wa WUC, Rre Mmetla Masire a tlhalosa gore ntswa koporase ya bone e tlhaelelwa ke madi, ba tlaa itebaganya le go tsibogela letlhoko la metsi mo Kgatleng. Rre Masire o tlhalositse fa ba tlhokana le P10 billion go dira ditiro tsotlhe tsa go phatlalatsa le go busetsa seemo sa metsi mo taolong lefatshe lotlhe kwa ntle ga Selebi Phikwe le Francistown a one a sa ntseng a sena mathata a a kalo a metsi. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa mo bogompienong ba kgonne go isa kopo ya bone kwa bankeng ya ditshaba ba le bone ba neng ba kaya fa ba tlaa ba thusa ka P1.5 billion fela. Fa a tshwaela mo dikgannyeng tsa Kgatleng, Rre Masire a re dikgang di tshwana le tsa Bokaa tse go bolelwang fa motse otlhe o amilwe ke letlhoko la metsi o ne a sa di itse ka jaana a ne a itse fela fa ditsha tse disha e le tsone di se nang metsi. O ne a tlhalosa fa tanka ya metsi ya Mabalane e le kgologolo, ka jalo e sa kgone go thusa go nosa morafe metsi sentle mo bogompienong. A re ba itse ka seemo sa yone e bile ba biditse moitseanape go e sekaseka go bona gore a e tlaa kgona go baakanngwa kana go tlhokana le go agwa e ntsha. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lephata la metsi mo Mochudi, Mme Yvonne Mothupi o tlhalositse fa didiba tse nne tsa metse ya dinoka di tlaa tsewa mo go beng ba tsone ka ditumalano go nosa setshaba. Mme Mothupi a re ba setse ba kgonne go bua le beng ba didiba mme ba setse ba kgonne go tsaya di le pedi fela, a tlasa ka go re ba na le tsholofelo ya go busetsa didiba tseo tsotlhe mo tirosong go nosa metse ya dinoka. O ne gape a tshwaela fa dikoloi tse di pakang metsi di le pedi fela mo Kgatleng, a kaya fa di emelwa ke tiro ka di siela metse yotlhe ya dinoka le wa Bokaa. O ne a tswelela ka go itela mo setshabeng a re ba ba nang le dikoloi tse di gang metsi ba ikopanye le lephata la bone ba tsenye ikopelo ya go thusa go nosa metse ya Kgatleng metsi. Mme Mothupi o ne a tlatsa ka go re ba palelwa ke go dumalana le ba ba nang le dikoloi tse di ka isetsang batho metsi ka ba paralatsa menwana, mme a re tiro ya bone e ne e ka tlhofofadiwa ke go dumalana ka tlhwatlhwa e e lekanetseng. O ne gape tlhatswa ketsaetsego ya gore WUC e palelwa ke go goga metsi go tswa kwa Molatedi a tlhalosa fa metsi a noka ya Molatedi e le a lefatshe la Botswana le la Afrika Borwa, ka jalo go tshwanetse ga salwa tsamaiso morago. E ne e rile go le pele fa a bula bokopano, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a tlhalosa fa seemo sa metsi se tlhoboganya boeteledipele jwa dikgaolo tse di amegileng le morafe mme a kopa gore se tsibogelwe. Rre Morolong o ne a kaya fa metsi e le konokono ya botshelo mme a re ba tshwenngwa ke go bo go sena metsi kwa Bokaa ntswa go na le letamo mo motseng oo. A re letlhoko la metsi segolo thata ka dinako tsa dintsho le manyalo le ngomola pelo ka banni ba patelesega go latela metsi bokgakala kana go hira dikoloi go ba thothela metsi. O ne gape a tlhalosa fa seemo sa metsi se tswa kgakala mme a re go lebaka se sa tsibogelwe mme a kopa WUC gore ba leke go rarabolola bothata joo ka go dirisa metswedi e e saleng e le teng bogologolo jaaka didiba le e mengwe ya go phatlalatsa metsi. BOPA society 9 Ditshupo di tlosolositswe Ditshupo tsa kgaolo ya Kgatleng tse di neng di solofetswe go tshwarwa kgwedi e e tlang, di tlosolositswe. Ditshupo tse di tlosolosiwa jaana morago ga gore komiti ya ditshupo e retelelwe ke go baakanyetsa ditshupo tseo ka nako. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Phagane Tladi, o boleletse gore tshenyo e e dirilweng kwa lebaleng la ditshupo ke yone e ba diileng fela thata ka ba tshwanelwa ke go baakanya lebala. Tladi a re ba ne ba retelelwa ke go baakanya lebala ka jaana matlo le matlwana a ditshupo a sentswe mme go tlhokana le madi a mantsi go baakanya tshenyo eo. A re dithoto tsa kwa lebaleng la ditshupo le tsone di utswile mme seo se ba beile mo kgatelelong ya go baakanya lebala. Rre Tladi o ne a tlatsa ka gore e re ka ditshupo tsa Kgatleng di na le dingwaga di ka nna pedi di seyo, seo se bakile gore lebala la ditshupo le nne sekgwa mme go nnile thata mo go bone go rema ditlhare tse di tletseng mo lebaleng leo. A re o dumela gore le yone tshenyo eo e bakilwe ke gore go nnile sebaka go se na ditshupo mme bangwe batho ba bona sebaka sa go gopela dithoto tsa lebala la ditshupo jaaka matlo a setse a se na disenke. Tladi a re ba ne ba kopa thuso kwa Ipelegeng go leka go fokotsa sekgwa seo ka jaana ba se na madi mme ba nona pelo ka mathe ba solofela thuso mme Ipelegeng ya se ka ya ba tswa thuso e kalo ka gone ga tla palo e potlana go rema ditlhare tseo. O ne a tlatsa ka gore e rile bona seemo sa baakanyo se sa tokafale ba ne ba bitsa batsaya karolo botlhe mme ga dumelanwa gore ditshupo tseo di tlosolosiwe. Rre Tladi a re selo sengwe se se neng se sa ba jese diwelang e ne ya nna gore dikomiti tsa kwa dikgaolo tse dingwe go ne go lebega di sa tshwaragana sentle mme seo se ne se tlile go dira tiro bokete. A re tiro ya go baakanya lebala ga e na go ema le bokopano jwa bone bo tlaa tswelela bo le teng gore ngwaga o o tlang sengwe le sengwe se bo se eme mo maemong a sone. Tladi a re o kopa maphata a puso go ba ema nokeng gore ditshupo tsa kgaolo ya Kgatleng di tle di boele mo serodumong tsa sone. politics 7 Mopalamente wa pele wa Shoshong o tlhokafetse Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Shoshong, Rre Modibedi Robi o tlhokafetse. Rre Robi, yo e neng e le mopalamente ka ngwaga wa 1994 go ya kwa go 1999, o tlhokafetse morago ga go kubugelwa ke bolwetse ka Laboraro bosigo. O diretse Botswana Democratic Party (BDP) mo maemong aa farologanyeng jaaka go nna mokwaledi wa komiti ya bokaedi (disciplinary) mme o tlhokafala jaana e le leloko la lekgotla la kabo ditsha la legare. Moemedi wa lelwapa yo ebile e le monnawe Rre Robi, Rre Metha Mokgatle, a re le fa Rre Robi a ne a tshela ka bolwetse jwa madi a matona, o ne a lela ka setlhabi mo mahatlheng. A re e ne ya re ka Laboraro bosigo, a isiwa kokelong ya Shoshong kwa ngaka e neng ya rurifatsa fa a tlhokafetse. Rre Mokgatle o kaile mogolowe e le motho yo o lerato, yo o pelo e siameng ebile a ka se ka a dumalane le sepe se se sokameng. A re lerato le a neng a na le lone mo sepolotiking bogolo jang kwa phathing ya BDP e ne ele le legolo. Mopalamente yo o sa tswang go tswa wa Shohong ebile e le motshwarelela tona wa lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Phillip Makgalemele o kaile fa Rre Robi e ne e le leloko la BDP la motia ebile a e direla ka botswapelo. “Ga re na boikgethelo, fa ese go nna le maatla,”ga kgothatsa Rre Makgalemele. Modulasetilo wa BDP kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong, Mme Leepo Shadrack o buile ka lerato la ga Rre Robi mo kgaolong le kwa BDP. O kaile Rre Robi e ne e le motho wa merero le batho ba kgaolo ya gagwe. “Fa Rre Robi a tswa palamenteng ka nako e neng a le mopalamente, o ne a sa lebale kgaolo,”Mme Shadrack a tlhalosa. BOKHUTLO politics 7 Maano ga a site… Kgang ya gore maano a botshelo ga a site go sita a loso e rurifaditswe ke botshelo jwa ga Mme Tiroyamodimo Machete yo o itshetsang ka go itshwaratshwarela ka diatla tsa gagwe. Fa a tlogediswa tiro ke bolwetse ka 2000 bangwe ba ne ba akanya gore go fedile ka botshelo jwa gagwe, mme mme yo a seka a thuba kobo segole. Mo potsolotsong le Go tswa mo tirong ga mo kgothatsa go bona gore o dira jang go itshetsa. “Ke ne ka lemoga fa matlakala a ka dirisiwa gape go itsa leswe mo tikologong, mme ka seka ka ipona tsapa,” ga bua Mme Machete. Fa a tlhalosa a re o simolotse a dirisa magobe, moroko le dikhatebokose go dira mekgabisa ya diphologolo. O tlhalosa fa a ne a fetogela mo go direng mekgabisa ka diwaere le dikoranta. “Ka go twe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, ke ne ke kile ka bona mongwe a dira mekgabisa e kwa Selebi Phikwe, mme ka tsaya malebela,”ga bua Mme Machete. Fa a fudugela mo Serowe ka 2005, o ne a rotloediwa ke ba lephata la Public Health go tswelela a somarela tikologo ka go dirisa matlakala. Mogwebi yo o tlhalositse fa a ne a tia moko mme a atolosa madirelo ka go loga mealo ya bodilo le ditafole ka dikhakha. A re o dira diphate ka dikgetsi tsa diphaletshe le dibata tsa dijeremane. E rile a tlhalosa Mme Machete a re ntswa batho ba ne ba nyatsa mogopolo wa gagwe, a tswelela fela ka gore o ne a setse a itse maduo e le a a nametsang go na le jaaka fa a le kwa Mathathane. “Ke lemogile fa batho ba amogetse kgwebo ya me ka gore ke simolotse ka go direla ditshupo, mme ka fenya le tsotlhe tse ke neng ke di dirile tsa rekwa,” ga tlhalosa Mme Machete. O tlhalosa fa bontsi jwa batho ba bonang tiro ya gagwe ba mo rotloetsa ka go reka le go mmolelela fa ba na le kgatlhego. Mogwebi yo o tlhalositse gape gore o sela mabotlolo a dino tsididi go a rekisa. “Ntlo e ke bapileng le yone e ke dikamore tse pedi, tse ke di agileng ka madi a mabotlolo ka gore fa ke a rekisa a mpha bo P5 000 mo dikgweding tse pedi,” ga bua Mme Machete. Mme yo, a re le fa go se bonolo go simolola kgwebo, seo ga se reye gore ba phuthe matsogo. O tlhalositse fa puso e ntshitse mananeo a mantsi e bile a thusa ba ba mo letlhokong gore ba fitlhelele ditoro tsa bone ka Motswana a rile mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Mme Machete o rotloetsa Setshaba go tla go ithuta tiro e a e dirang ka gore e motlhofo e bile ga e dirise madi a mantsi mme e tsenya madi a mantsi ka gore mo ditshupong o kgona go tswa ka P2 000 mo letsatsing. Fa a leboga Modimo ka kgwebo ya gagwe a re ga a sa tlhole a na le bothata jwa madi mo lapeng le ditlamelo tsa lelwapa o di bona motlhofo. Mogwebi yo a re fela jaaka kgwebo nngwe le ngwe, kgwetlho e a nang le yone ke go tlhoka lefelo la go ruta batho ka matlakala le go dira di-tswa matlakaleng. “Bophepa ke jone moono e bile o sa kgotlele tikologo,” go tlhalositse Mme Machete. E rile a digela, Mme Machete a rotloetsa Batswana ba ba nang le keletso ya go dira kgwebo e go simolola ka lebaka la gore e motlhofo le go rekisa a rekisa gongwe le gongwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Khansele e rotloetsa theko ya ditanka tsa matlakala Ba botsogo jwa tikologo mo khanseleng ya Kgatleng ba tlhalosa fa ba gatetse pele ka lenaneo la go tseela setshaba matlakala mo malwapeng e bile ba tsweletse ka go rotloetsa banni go nna le ditanka tsa matlakala mo malwapeng. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa botsogo jwa tikologo, Rre Thabo Lesejane o ne a tlhalosa fa ba fitlheletse lenaneo la go tseela setshaba matlakala mo malwapeng mme a re ba ka kgotsofala fa malwapa otlhe a ka felela a atlile tirelo eo. Rre Lesejane o ne gape a gatelela fa setshaba se tshwanetse go ithotloetsa ka jaana ditirelo tsa bone tsa go tsaya matlakala mo malwapeng di le tlhwatlhwa tlase ka jaana madi otlhe a ngwaga e le P150 go kopantswe madi a theko ya tanka le tlhwatlhwa ya go tseelwa matlakala beke le beke. O supile fa tirelo e nngwe e batho ba sa e diriseng thata e le ya go hirisa sekipi go olela matlakala a mantsi a tshwana le a ditlhare a tlhwatlhwa ya teng e leng P45. A re ba dira maiteko a gore setshaba se tseelwe matlakala beke le beke, a tlatsa ka go re ba bereka le ba dikompone tse di ikemetseng e le tsela ya go fefosa tirelo eo le go netefatsa fa ba direla setshaba ka bonokopila. Rre Lesejane a re khansele e rotloetsa setshaba go ithekela ditanka ka jaana ba atle ba itemogele kgwetlho ya madi e e ba itsang go di reka ka bontsi. A re setshaba se tshwanetse go etela diofisi tsa botsogo jwa tikologo go botsa le go itseela dikgang ka botlalo gammogo le go ithuta ka ditirelo tsa bone. O supile matshwenyego a gore batho bangwe ba tshubela matlakala mo ditankeng tseo. A re go dira jalo ga go a siama ka e bile go tshuba matlakala e le molato o motho a ka o otlhaelwang. A re batho ba go nna jalo ba dirwa ke go tlhoka go duela ditirelo tsa go tseelwa matlakala, a tlatsa ka go re nako ya go fetola mekgwa le tsamaiso e tshwana le ya go tshuba matlakala le go leswafatsa tikologo e fitlhile. Rre Lesejane o supile fa go nna le ditanka tsa matlakala e bile di duelwa sentle go ka fokotsa diemo di tshwana le go gasagasa matlakala le gone go a baya mo ditseleng ga mmogo le go tshuba matlakala mo malwapeng. A re go a swabisa go bo batho bangwe ba santse ba tshuba matlakala ntswa ba na le ditanka, seeemo se a rileng se tsenya matshelo a batho mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le gone go kgotlela phefo. O kaile fa ba tshwenngwa gape ke seemo sa go latlhwa ga matlakala mo go seng ka fa molaong mme a gatelelela fa ba na le ditirelo tse di maleba e bile di le tlhwatlhwa tlase go thusa go tsaya selekanyo sa matlakala otlhe a motho a batlang a ka tsewa. A re setshaba se ka ikuela kwa diofising tsa bone fa ba na le dingongorego mabapi le dikgang tse di amanang le botsogo jwa tikokologo di akaretsa go tshujwa ga matlakala mo a rileng setshaba se ka ikuela gape le kwa mapodising ga mmogo le ba Green Scorpion ba le bone ba nang le dithata tsa go diragatsa melao e e amang tikologo. Kwa bokhutlong, Rre Lesejane o ne a gwetlha setshaba go tsaya tsia dikgang tsa botsogo jwa tikologo, tshireletsego ya yone le gone go tsaya ka tlhoafalo dithuto le mananeo a ofisi ya gagwe, le go tsaya karolo mo malatsing a a seegetsweng fa thoko a tshomarelo tikologo a tshwana le letsatsi la mafatshefatshe la tikologo. BOKHUTLO environment 5 ESP e diretswe go tswakanya itsholelo Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re e re le ntswa lenaneo la ESP le diretswe go rudisa le go tswakanya itsholelo, go tokafatsa matshelo a Batswana le go direla Batswana ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone, go supega fa makhanselara a khansele ya kgaolo ya Legare ba sa itumedisiwa ke lenaneo leo ba re le beile dikgaolwana tsa bone ka fa mosing. O buile seo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Kalamare le Dibete tse mo go tsone a neng a lekodisa banana ba kgaolo ya gagwe ba ba berekelang kwa ntle ga metse ya bone, gore le fa makhanselara a ngongorega gore ga ba a lekodisiwa ka bophara ka maikaelelo a lenaneo leo, le ditiro tse di tlaa dirwang mo dikgaolwaneng tsa bone, gone Batswana ba tshwanetse go ipaakanyetsa go ikopela ditiro tse di tlaa dirwang mo metseng ya bone ka lenaneo leo mo ngwageng wa madi wa 2016/17. Rre Makgalemele yo e bileng e le mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso o tlhalositse gore maikaeleo a lenaneo la ESP ke go batla metlhala ya go tshwakanya itsholelo, go tokafatsa matshelo a Batswana, go tsosolosa temo-thuo, dikoporase le go lwantsha letlhoko la ditiro ka go ithola ditiro dingwe tse di ntseng di dirwa ke mmuso. O tsweletse ka go tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene diphuthego tseo gore e le baeteledipele ba lefatshe leno ba tsweletse ka go sekaseka lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome le motso (NDP11) le lenaneo la ditogamaano tsa dikhansele la DDP 8. Rre Makgalemele a re ditiro dingwe tse di tla dirwang ka lenaneo la ESP di akaretsa go tokafatsa bonno jwa badirelapuso, kago ya dikokelo le dikokelwana, tlhabololo ya ditsela, kago ya matlwana a borutelo mo dikoleng tse dikgolwane le tse dipotlana, go tokafatsa phatlalatso ya metsi le motlakase ga mmogo le go lwantsha letlhoko la ditiro le le gateletseng banana. Tona o ne a kopa banana ba metse eo segolo jang ba ba nang le dikitso tse go thusa dikomiti tsa ditlhabololo mo metseng ya bone ka dikgakololo tse di dirang gore metse ya bone e gatele pele mo ditlhabololong di tshwana go inaakanya le dikgwebo tsa bojanala,le dikoparase tse a tlhalositseng fa di le bogadi bo gaufi. E rile banana ba metse ya Dibete le Kalamare ba tswa la bone, ba supa ngongorego ka tiego ya go abela banana lefatshe ga makgotlana a kabo-ditsha, ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa kgokelo ya motlakase, tiego ya go rurifadiwa ga dikopo ke bagolwane ba maphata a a lebaneng le go thusa setshaba ka mananeo a tshwana CEDA, ISPAAD, LIMID, le la banana la Youth Development Fund. Ba boleletse mopalamente gore ditiego tsa go nna jalo ke tsone tse di kgoreletsang le go kgobisa banana marapo go tsena ka mmetela mo dikgwebong le go dirisa mananeo a puso. Ba ne gape ba kopa mmuso go ba ngathela lefatshe mo polasing e e kwa Dibete gore ba kgone go simolola kgwebo ya go rua dipodi le bommantshe. BOKHUTLO politics 7 Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa semente Mapodisi a Sehithwa a tshegeditse banna ba babedi go ba thusa ka dithothomiso tebang le bogodu jwa dikgetsi tsa semente. Mothusa mapodisi a Sehithwa, Rre Moutlwatsi Ikobeng o boletse mo potsolotsong fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go ba thusa mo kgannyeng eo. A re go ne ga fitlhelwa monna yoo wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe ka dikgetsi tseo tsa semente, yo o neng a tlhalosa fa a di rekile mo go rre wa modisa dikago. Rre Ikobeng o tlhalositse fa monna yo o rekisitseng dithoto tseo le ene a tshegeditswe go thusa mapodise, fa ditlhomiso di tsweletse. Rre Ikobeng o tlhalositse fa go ne ga begiwa fa sebeelo sa madirelo a kompone e e thapilweng go baakanya mafaratlhatlha a motlakase mo Sehithwa e thubilwe ga ba ga utswiwa dikgetsi tsa semente di le tlhano ka Sontaga o o fetileng. A re go reka dithoto tsa bogodu go tshwana le motho a utswile mme a re go ka atlholelwa lebaka le le sa feteng dingwaga tse tlharo mo kgolegelong. O ne gape a gakolola setshaba go nna podi matseba fa ba reka dithoto mo bathong, a re ba tshwanetse go rurifatsa gore a ke tsa batho bao kgotsa go loma mapodise tsebe fa go belaetsa. Rre Ikobeng o ne gape a tlhalosa fa bogodu ja leruo bo le bontsi mo kgaolong ya Ngami, mme a re seemo seo se befediwa pele ke go bo batho ba sa tlhokomele lereuo la bone, le sa tlhatlhelwe le bosigo tota. O ne a re ba nna ba rotloetsa barui gore bogolo ba tshwae leruo la bone go lwantsha seemo sa borukutlhi. Rre Ikobeng o ne gape a gakolola barui go rua dintsa tse di disang go thusa go tlhokomela dihutshane. crime_law_and_justice 1 Mangole o begela banni ka molao kakanyetso wa lefatshe E re ka jaana Batswana ka bontsi ba batla ditsha, puso e tla ka ditsela le dikakanyo tse disha go tokafatsa peo ya lefatshe le tiriso ya lona. Mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o ne a a lekodisa morafe ka molao kakanyetso wa tiriso ya lefatshe kwa Malotwane ka Labobedi. A re ere ka jaana Batswana ka bontsi ba ba berekang mo Gaborone ba nna mo metseng e e mabapi e tshwana le Bokaa, Tlokweng, Gabane, Metsimotlhabe le metse e mengwe seo se bakile gore ba kope ditsha tsa bonno ka bontsi mme seo se kokonetse lefatshe fela thata. Rre Mangole a re palamente e tshwere phage ka mangana go buisana ka molao kakanyetso oo mme dipuisano tsa one ga di ise di fele. A re nngwe ya ditshetlana tsa molao oo ke go seegela fa thoko palo e e rileng ya ditsha tsa bonno gore di sologele molemo beng ba lefelo kana kgaolo eo. Mopalamente Mangole a re ke mogopolo o motle mme gape o ka nna kotsi ka gore o tla bo o ama lefathse lotlhe. A re ene o bona go le botoka fa Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama e ka nna ene a dirisang dithata tsa gagwe go araba selelo sa batho ba metse e e amegang gona le gore molao kakanyetso oo o bo o akaretsa lefatshe lotlhe ka one o neela tautona dithata tsa go dira jalo. Le fa go ntse jalo Rre Mangole o ne a supa fa o ka berekela ba ba gaufi le Gaborone mme mathata a ya go nna fa lefatshe la metse eo le fela, gore jaanong ba tla bo ba le lebisa kae go kopa ditsha. A re ere ntswa molao wa kabo lefatshe o re motswana o ka kopa setsha gongwe le gongwe mo Botswana mme a bewe, jaanong molao kakanyetso wa re motswana o tla bewa gangwefela mo lefatsheng lotlhe la Botswana. Mopalamente Mangole o ne a tlatsa ka gore molao wa re le fa o ka bona setsha mo go wa ga lona, ga o kake wa se bewa ka gore ba kabo ditsha ba setse ba go beile setsha golo gongwe. A re le fa gontse jalo o ka reka setshaba kana wa fiwa setsha sa boswa go sena molato ope a tlatsa ka gore beng ba masimo a a sa bolong go nna a sa dirisiwe, molao oo o neile puso thata ya go ka a tsaya mme e a neele ba ba batlang masimo. Mme a supa gape gore molao kakanyetso oo wa re motho o tla bewa tshimo e le nngwefela gangwefela e seng jaaka pele motho a ne a kgona go kopa masimo mo dikgaolong ka go farologana. O ne a lekodisa morafe gape ka molao wa kwadiso ya dikereke le gone gore go feletse go dumelanwa gore motho a kwadise kereke o tla tlhokana le palo ya 150 e e neng ya fokodiwa gotswa kwa go 250. Rre Mangole a re go tlile jalo morago ga go kopa gore ba seka ba paledisa Batswana ba ba nang le pisto ya modimo go bula dikereke le ntswa bare ba thibela batswaka go bula dikereke mo lefatshe la Botswana. E rile banni ba mokgwa dikgaba, ba supa fa ba lebogele tekodiso ka melao e mesha e palamente e e buisanang mme ba supa fa gole mosola gore ba itse dilo tse tsotlhe. Rre Ogolotse Ntwaagae o ne a kopa mopalamente gore fa ba ikopetse diphatlha mo motseng wa bone go tsaya lebaka le le kae gore ba bewa mme Rre Mangole a mo tlhalosetsa fa metse e e dikologileng Mochudi e le mo lenaneong la ditlhabololo mme seo se raya gore ba kabo ditsha ga ba kake ba dira sepe go fitlhelela tsamaiso ya bone e wela. A re le fa go ntse jalo o tla ikopanya le bone go bona gore kgang ya bone e tsamaya fo kae le gore ba tla simolola go baya batho leng. politics 7 Lephata le itebaganya le botsogo jwa bakgweetsi Mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ditlhaelatsano kwa kgaolong ya Borwa, Rre Ontlametse Tiroyakgosi, a re ba tsere kgato ya go tsibosa bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba ka botlhokwa jwa go dirisa ditlamelo tsa botsogo. Rre Tiroyakgosi o buile jalo mo potsolotsong kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulaganyeditswe badiri ba dipalamo tsa setshaba kwa Lobatse. A re ke moono wa lephata go dibela matshelo a batho ka jalo ba bone gole maleba go tshwarela letsatsi leo kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba go rotloetsa bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng jaaka HIV/AIDS, madi a matona le sukiri. O tlhalositse fa mo mapalamelong a dipalamo tsa setshaba go na le batho ba bantsi ba ba tsamayang mme le fa go ntse jalo bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba ba sena nako ya go ya dikokelong. Molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa Lobatse, Rre Tebogo Madikwe, o boletse fa boitekanelo jwa maikutlo bo le botlhokwa, bogolo jang fa motho a dira kgotsa a kgweetsa dikoloi tsa sechaba. O ne a rotloetsa badiri bao go dirisa kokelo ya Sbrana fa ba sa ikutlwe sentle bogolo jang mo maikutlong a wetseng tlase kgotsa a tlhakatlhakane. Rre Madikwe o tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa go nna le motho yo o ka go fang maele a botshelo o bua le ene gape o kgona go mo itekodisa go re a tle a go thuse go kokobela maikutlo. O tsweletse a rotloetsa badiri go itshidila mmele go thibela go tsenwa ke malwetsi a a sa tshelwaneng a a reng a tsweletse ka go golela pele. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka fatlase ga setlhogo se se reng, “mokgweetsi wa dipalamo tsa Sechaba yoo itekanetseng o sireletsa Sechaba.” Letsatsi le la botsogo le ne le tsenwe ke makalana a farologaneng go akaretsa Tebelopele , ba lephata la botsogo , lephata la dikotsi tsa dikoloi le ba lephata le le itebagantse le go lwantsha ditagi tse disa letlelelweng mo lefatsheng leno go tswa kwa sepodising sa Botswana ga mmogo le le ba lekalana la pharakano la sepodise sa Botswana . education 4 Tshwaragano e aga setshaba Tshwaragano, lerato le tirisano mmogo ke konokono mo go ageng setshaba. Mafoko a, a builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Kgosiemang Monare kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA bosheng. A re dikereke di tswa kgakala di tshwaraganetse mathata le puso, go bona gore Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ba ka thusiwa jang. A re ke sone se kereke ya kgaolwana ya Radisele ya UCCSA e se dirang ka dinako tsotlhe mme se supa boineelo mo tumelong le gore fa badira jalo, Modimo o tlaa ba okeletsa gore bafitlhelele maikaelelo a bone. O galaleditse UCCSA go phutha baphuthegi ba yone ka ba ne ba sena fa ba obamelang teng mo lebakeng le leleele. Mongwe wa bagolwane kwa kerekeng eo, Mme Toteng Motshidisi, o ne tlhalosa kwa ba tswang teng le tse ba kgonneng go di direla morafe. A re ba kgonne go bula makalana kwa Mogome le Mokgware e le go atumetsa le go isa lefoko la Modimo kwa batho ba leng teng. Mme Motshidisi a re ba tswa kgakala ba thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela ngwaga le ngwaga mo go se ba se kgobokantseng ka mengwato. O tlhalositse fa UCCSA e bonwa mo mafatshing a le matlhano mo borwa jwa Aferika, ebong Botswana, Mozambique, Namibia, South Africa le Zimbabwe, fa ntlo kgolo e le kwa South Africa. A re mono gae ba na le dikgaolo dile thataro, mme Radisele le tse dingwe tse dilesome le bone di wela mo kgaolong ya Lesoso. O tlhalositse ka kgolo ya kereke le tshwaragano e e renang fa gare ga phuthego le moruti wa bone. Madi a a kgobokantsweng a ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba bo ba feleletsa ntlo ya moruti le go agela Mogome le Madiaele leobo la fa ba ka obameleng teng. O supile fa batsamaya ka Matheo 25, e e reng tsayamaya le lefatshe lotlhe o ba rerele efangele. Mme Motshidisi a re ba tshwenngwa ke banana ba bainaakantseng le dino tagi le go goga motokwane, a re maikaelelo ke go ba kgobokanya gore ba ba agele mo tumelong. O kopile batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng gore ba itse Modimo le go utlwa bothitho jwa lerato la gagwe. religion_and_belief 8 Bakaa ba keteka ngwao Motswana ke motho yo o faphegileng e bile a itlotla ka a kgona go ipelafatsa ka ngwao ya gagwe. Mafoko a, a builwe ke Kgosi Goareng Mosinyi wa Kalamare kwa moletlong wa go keteka ngwao kwa motseng oo ka mafelo a beke. Kgosi Mosinyi a re ngwao ke motho, mme motho ke ngwao ka jalo Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ipela ka ngwao ya gagwe e se re gongwe ya nyelela. O ne a tlhalosa fa morafe wa gagwe wa Bakaa o lemogile fa ngwao e nyelela mme ba bone go le mosola go keteka letsatsi le go ruta bana le merafe e mengwe ka ngwao ya bone. Kgosi o ne a tlhalosa gape gore mo malatsing a gompieno, go na le dingwao tse dintsi, le batho ka go farologana, a tlatsa ka gore e le Bakaa ga ba batle ngwao ya bone e ka ba tswa diatleng ka ‘motho a senang ngwao ke moka a suleng’. A re ngwao ya Setswana ke ngwao e ka yone ba le bantsi ba ka ithutang go le gontsi mo go yone a e aga, gape e na le meila le tsamaiso e batho ba ka ikgaphang mo dilong tse di duleng mo tseleng. Kgosi Mosinyi o ne a leboga go menagane Bakaa, go bo ba bone go le mosola go keteka letsatsi le, le ka lone ba ka itharabologelwang mme ba baakanya fa ba duleng mo tseleng teng. E rile a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao Rre Pako Sikuku a tlhalosa fa lephata la bone le tsere tshwetso ya go rotloetsa meletlo ya go tshwana le ya go somarela ngwao. Rre Sikuku a re puso ka lephata le, e tlaa simolodisa gape lekgotla la tsa ngwao le ka lone le tlaa lebelelang gore ditiro tsa mofuta oo di a atlega mme e bile di nna le bokao jo bo rileng mo setshabeng go somarela ngwao. O ne a tlhalosa fa ba ntse ba thusana le mekgatlho e tshwana le ya Mmakgodumo, Domboshaba, Dithubaruba le e mengwe lefatshe ka bophara go keteka dingwao tse di farologanyeng, a tlatsa ka gore ba ka itumela fela thata fa ba tshwaragana le Bakaa ba Kalamare go keteka moletlo o. Moono wa letsatsi e ne e le ‘Ipelafatse ka ditso tsa gago, somarela ngwao ya gago’. Fa a bua maikaelelo a letsatsi le, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa moletlo oo, Rre Gobitswang Letsatle a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go somarela ngwao ya bone. Rre Letsatle a re go leka go somarela ngwao ya bone gape ba batla go ruta bana le dikokomane tsa bone ngwao ya bone gore e seka ya nyelela. O ne a tlhalosa fa e le lantlha ba nna le moletlo o, mme a tlhalosa fa ba ikaelela go o tshwara ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka gore go tswa goolowe e le Bakaa ba Kalamare ba rata ngwao ya bone. Rre Letsatle a re gape e le Bakaa ba Kalamare ba ikaelela go somarela ngwao le tikologo ya bone go ya pele, bogolo jang ka e bile le lefatshe le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano tsa boipuso. arts_culture_entertainment_and_media 0 Modukanele o kopa dikgosi go emela morafe ka dinao Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele, o kopile dikgosi tsa metse ya Khekhenye le Tshwaane kwa kgaolong ya Kweneng go kopa banni go itepatepanya le mogare wa corona. O buile se kwa bokopanong jwa dikgosi tsa metse e e mo kgaolwaneng ya Takatokwane ka Labobedi. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go bona gore go ipabalelwa jang gore mogare o seka wa anama. Rre Modukanele o kopile dikgosi go bua le merafe ya bone go itlhokomela mo COVID-19 le go sala melaetsa morago jaaka go tlhapa diatla ka molora le metsi a a phepa. Mothusa tona o tlhalositse fa puso e tlaa tlamega go gagamatsa melao gore ba kganele mogare fa o setseng o le teng. O kopile Batswana go se tsenwe ke tsebetsebe mme ba obamele ditaolo tsa ba bongaka, a supa fa ba solofela fa seemo se se tlaa feta. O tlhalositse fa ba dira ka gotlhe gore fa seemo se se feta se bo se sa feta ka matshelo a batho ba le bantsi jaaka se dira kwa mafatsheng a mangwe. Rre Modukanele o ne a kopa baeteledipele ba metse gore ba kopane go bona gore ba ka dira eng gore batho ba babalesege. O kopile Batswana botlhe gore ba tseye molaetsa o o gorogang tsia, a bo a ba rurifaletsa fa ba ya go kopana gore ba ka tsaya dikgato dife tse disha. Rre Modukanele o tlhalositse fa Batswana ba tshwanetse go itse fa Modimo a le teng mme a tlaa ba sireletsa mo go tsotlhe. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a kopa dikgosi go tswelela ka go gakolola merafe ka segajaja se, a ba a ba rotloetsa go nna moko o thata mo go kgothatseng batho, a re ba se kgojwe marapo ke ba ba sa nkeng ba utlwa gangwefela. O ne a kopa baeteledipele go netetefatsa gore banni ba metse ya bone ga ba rekise bojalwa ka boferefere a bo a supa fa ba tlaa bo ba sa tsietse puso mme go ipolaya bone fa ba dira jalo. Rre Leuwe a re seemo se se ka laolesega fela fa mongwe le mongwe a ka dira seabe sa gagwe. O ne a lebogela mothusa tona go ba lekola, a bo a kopa banni go ipabalela le a baruti go tswelela ba rapela Modimo. education 4 ‘Somarelang mananeo’ Puso e ne ya tsibogela letlhoko la ditiro ka go tla ka mananeo a a farologanyeng a Batswana ba ka inamolang lehuma ka one le go tlhamela ba bangwe mebereko. Ba ba botlhale ba ne ba inaakanya le mananeo a, bangwe ba atlega fa bangwe ba ne ba iteka mme morago ba felela ba itlhokomolositse dithuso tse ba di boneng, kgabagare ba seke ba nne le dipoelo. Mo potsolotsong le BOPA, mothusa mokenti mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Abel Ntlhantsi kwa kgaolong potlana ya Tutume a re batho ga ba tlhokomele diruiwa tse ba di filweng ka lenaneo la LIMID. Rre Ntlhantsi a re bontsi jwa batho ba ba neetsweng mananeo, ba tlogela leruo le le nosi kwa merakeng ba ya go bereka Ipelegeng. A re lenaneo leo ga le kganele ope go bereka mme fa motho a bone tiro o tshwanetse go ipega kwa lephateng gore o di tlogela le mang. “Batho ba tsamaya fela ba tlogela leruo le se mo tlhokomelong mme morago le phatlalale, ka jalo go seke go nne le dipoelo,” a tlhalosa. O tlhagisitse barui go kuela leruo kwa lephateng la bakenti fa le tlhasetswe ke bolwetse gore ba kgone go bona thuso ka nako. “Leruo ke madi a o a neetsweng go go tlhabolola e seng go a latlhelela,” Rre Ntlhantsi a supa. A re puso e ntshitse mananeo a mantsi a e leng gore ga a ise batho gope ka lebaka la go tlhoka tlhokomelo, a re Batswana ba ka bo ba tsamaya kgakala mo nakong eno mme ka ntlha ya go tlhoka go ipha nako ya go tlhokomela, go ba buseditse morago. O rotloeditse setshaba go ikemela ka dinao, ba itirele gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone mme morago ba kgone go fetola matshelo a bangwe ka go ba tlhamela mebereko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho Mapodisi a Central kwa Fracistown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone borre ba ba bedi ba neng ba tlhokafala fa ba tsena kwa Sepateleng sa Nyangababwe, morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya modiro wa Nisssa e pitikologe. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mogolwane wa mapodisi a Central Supt Lebalang Maniki a re tiragalo eo diragetse maabane bosigo kwa lefelong la Ntshe gone kwa Francistown, a tlatsa ka gore mokgweetsi o ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi eo le mororo ya menoga ka bone. A re batho bao ba ne ba le bane ka palo go balelwa le mokgweetsi, mme ka go tlhoka lesego, borre ba le ba bedi ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya go a masome a mararo, ba ne ba latlhegelwa ke matshelo, fa ba le ba bedi, mopagami le mokgwetsi bone ba robaditsewe ka dikgobalo tse di masisi. Rre Maniki a re tiragalo e ke ya ntlha e diragala mo ngwageng, le fa go ntse jalo o kopile bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko ga mmogo le go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe. O tlhalositse fa mokgweetsi a direla mo Komponeg ya China e e agang tsela ya A1. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bagodi kwa Zoroga ba ikemela ka dinao Bagodi kwa Zoroga ba re ba gatetse pele ka maiteko a go koleka madi gore ba kgone go ipoloka. Mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa mokgatlho wa Tamburani Burial Society, Rre Bathusi Baiphi, a re ka ngwaga wa 2009, ba ne ba tla ka mogopolo wa go dira sengwe se se ka ba tswelang mosola gape sa nna le motlhala mo botshelong ntswa ba siilwe ke nako. A re ba ne ba tlhama mokgatlho oo ka ba thusang ka tsa poloko mme ba ne ba o bitsa Tumbarani e le ‘amogelang’ ka Senanjwa. Rre Baiphi a re ka ntlha ya lerato la go batla go itirela le go ithulaganyetsa bonno fa botshelo bo khutlile, ba ne ba dumelana go koleka P20 kgwedi le kgwedi, mme ba ba amogelang madi a seshabo fela bone ba ntsha P10. O tlhalositse fa maikaelelo a ntlha a mokgatlho e ne e le go reka tante le ditilo tse di tlaa dirisiwang mo dintshong tsa bangwe ka bone, mme fa tante e kopiwa ke ba ba e seng maloko ba duele P450. Rre Baiphi a re ka lesego, le go ititaa sehuba go ka fitlhelela maikaelelo a bone, ba ne ba kgona go reka tante eo. O tsweletse ka go tlhalosa gore pele ga ba reka tante, ba ne ba itlamile gore fa mongwe ka bone a ka tlhokafala, ba tla mo tshidisa ka P500. A re le ntswa ba sa kopane sentle ka ntlha ya mabaka a botsogo le ditshwarego ka go farologana, ba tsweletse ka koleke, ka ba batla go rekela tante ditilo. Rre Baiphi o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang natso e se go tlhoka go koleka ga bogodi fela, a re ba thukutlhilwe ke magodu ka ba sena dithata tse di kalo tsa go ka mekamekana le bone. A re go amogela thari ga bagodi mo motseng wa bone ka ba le kgakala le ditlamelo le gone go baka bogodu ka ba sena dinao tse di bofefo gape ba nna kgakala le motse. Rre Baiphi a re madi a mokgatlho a tshwarwa ka molao motheo, ka ba butse letlole ko bankeng go ka a boloka. O tsweletse ka go supa fa go na le mekgatlho mengwe ya poloko e ipapatsang mo go bone go ka ba thusa ka tsa poloko yotlhe, a tlholosa fa ba santse ba ithulaganya ka kgang ya teng. O gakolotse bagodi go tshwaragana go boloka bangwe ka bone ka malatsi ano banana ba ile ditoropong go batla botshelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bomme ikemeleng ka nosi Kgosi wa motse wa Senete o supile fa a sa jesiweng di welang ke bomme bangwe ba ba sa batleng go bereka go tokafatsa matshelo a bone ba beile mo go borre fela. Mo puisanong le BOPA bosheng, Kgosi Wilson Mothowetsho o tlhalosetse fa bomme ba bontsi jwa bone e leng banana ba sa batle go bereka ba ikaegile ka borre. A re ba batla go tlhola ba ntse fela mo malwapeng ba sa dire sepe ba ikantse madi a ba a fiwang ke bakapelo ba bone. O boletse fa mokgwa o o sa siama ka o baka dintwa fa wa mme a sa tlhole a batla go dirisana le wa rre. Kgosi o supile fa bomme ka bantsi ba tla go ikuela kwa go ene fa matshelo a bone a setse ale mo diphatseng. O tsweletse ka go tlhalosa fa bangwe ba inaakantse le go inyadisa mo go seng ka fa molaong mme morago go bake mathata. A re bangwe ba nna le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng e se ka fa molaong mme morago fa go nna le mathata a bolwetse kana dintsho ba tle go kopa thuso kwa go ene. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba rotloetsang bana ba bone go inyadisa a re ba oketsa dipalo tsa dipolaano tsa maratani mo motseng. A re motsadi o tshwanetse go kgalemela ngwana wa gagwe fa a bona a nna le motho a sa mo nyala le go mmontsha bodiphatsa jwa go dira jalo. O supile fa go nna thata mo go ene go thusa fa batho ba ntse lebaka ba sa nyalana ka a tshwanelwa ke go kgaoganya dithoto tsa bone mme tsheko e nna thata fa go na le bana kana mongwe wa bobedi joo a sa bereke. Kgosi o boletse fa a akgola bomme ba ba tsweletseng ka go tlokafatsa matshelo a bone ka go tsenelela metshelo le go itirela dikgwebo ka go farologana a re se se supa tebelopele. A re bangwe ba ikwadisetse kwa thuto gaegolelwe go ithuta go bala le go kwala. A tlhalosa fa ba rutiwa le ditiro tsa diatla. Mo go tse dingwe o boletse fa ba sa robale ke ditlou tse di ba senyetsang kwa masimong a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba setse ba tshaba le gone go ya masimong. A re ba solofela fa seemo se tla boela mannong ka ba lephata la diphologolo tsa naga ba na le malatsinyana ba le mo motseng morago ga gore batho ba ikuele kwa go bone. society 9 Setshaba se ka inamola lehuma Mokhanselara wa Malokaganyane, Rre Arone Mothibi, o kopile banni ba motse oo go tsaya mananeo a puso go itshetsa. E rile a buisa banni mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mokhanselara Mothibi a ba kopa gore ba tsee temo-thuo jaaka kgwebo. A re fa ba ka dira temo-thuo jaaka kgwebo ba seka ba baya fela mo go reng ba ka thusiwa ka mophako ba ka isa matshelo a bone golo gongwe. Rre Mothibi, yo e bileng e le mothusa modulasetiolo wa khansele-potlana ya Good Hope, a re kgaolo ya Morolong ke ya temo-thuo ka jalo fa ba ka e tlhwaafalela ba ka tsoga ba jesa Batswana ba bangwe. O ba kopile go sekaseka mogopolo o a re fa ba ka dumalana le one o tlaa ba kopela bomaitseanape gore ba tle go ba rutuntsha gore ba ka atlega jang mo go fetoleng temo-thuo ya bone go nna kgwebo. Banni ba ne ba nesetsa mafoko a mokhanselara wa bone pula ba re mo leruong ba kgorelediwa ke gore ga bana sediba fa ba ka nosang leruo teng, ba re mme go na le sediba mo motsing wa bone se ba kopang mokhanselara go ya go ba buelela le ba lephata la metsi gore ba se ba neele e le morafe gore ba kgone ba nose leruo . Mokhanselara Mothibi o ne a ba kopa gore ba tlhophe komiti e e ka etelelang kopo eo pele gore e re fa ba kwalela ba lephata la metsi ba kwale e le setlhopha ka jaana ba batla sediba se e le setlhopha, a re fa ba dirile jalo o tlaa tsamaya le bone tsela e kwa go ba metsi go ya go kopa sediba seo. Mo go tse dingwe ba kopile mokhanselara wa bone gore a ba kopele gore ba agelwe ofisi fa kgosi a ka tshabelang diphefo le dipula teng. Ba re kgosi o berekela ka fa tlase ga setlhare mme fa diphefo le dipula di tla ga gona ko a tshabelang teng. Ba re le fa a na le baeng mo kgotleng ba tshwana tona ga gona fa a ba bayang teng ba santse ba emetse phuthego gore e simologe ba re kgang e ga e ba jese diwelang. Ba kopile mokhanselara go ba kopela gore tsela e e tswang Malokaganyane e ya Pitsane Photlokwe ba e gopelwe, ba re ba e ntshitse ditlhare jalo go ka se nne dingalo thata fa e gopiwa. Banni ba re ba agetswe ntlwana e e dirisiwang jaaka kokelwana e go neng go dumalanwe gore ka malatsi mangwe a a beilweng ba lephata la botsogo ba tlaa romela mooki le ba bangwe go tla go ba neela ditlamelo tsa botsogo ka go farologana ba re seo ga se diragale, e bile nako ngwe ke gone ba bonang mmaboitekanelo a tsile go kala bana. Ba re ntlo e e onetse e bile e a baakangwa mme ga e na mosola ope mo go bone. Banni ba re ke nako jaanong ya gore ba tsisediwe mooki gore a tle go berekela mo motsing wa bone,ba re le fa go sena ntlo ya mooki ba ka taboga mo motsing ba mmatlela ntlo e a ka nnang mo go yone ka ba tlhoka thuso e bile ba bogisega go thusiwa ka tsa botsogo. Ba ne ba bua ba sa kgale mathe mo ganong ka fa mmaboipelego a ba kgokgontshang ka teng,ba re ga a na tirisano mmogo le bone. Ba re mmaboipelego o a ba latlhelela ga a ba thuse ka fa go tshwanetseng e bile golo moo go dira gore ba tlhoboge puso ka jaana ba ipotsa gore a bone ga se Batswana fa mmaboipelego a ba rontsha mananeo a puso. Banni ba re mmaboipelego ga a ke a ba fa mabaka a gore ke eng ba sa atlega mo mananeong a nyeletso lehuma fa e se fela go ba raya a re ba ka se thusiwe, ba re ba tlhoka tlhaloso ya go itse gore bone ke eng ba se ke ba bo ba atlega. Ba kopile mokhanselara gore a ba kopele gore mmaboipelego a fetolwe ka ba lekile go itshoka mme ba babaletswe. Mokhanselara Mothibi o ne a dumalana le kopo e ya bone a re o bone, ebile o utlwile ka fa ba bogang ka teng. A re o tlaa ya go kopana le mokwaledi wa khansele go bona tharabololo ya kgang e. economy_business_and_finance 3 Dikgang tsa bogosi di a tshwenya Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re dikgang tse di amanang le bogosi di a tshwenya mme di atile thata mo lefatsheng leno mo malatsing a gompieno. Kgosi Segotsi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Palla Road ka Mosupologo. A re motse oo, o setse o sena kgosi morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele ka 2014. O tlhalositse fa go ne ga tshwarwa dipuisano go rerisana le motshwarelela bogosi ja ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane ka go tlhoma kgosi e nngwe kwa motseng oo. O boletse fa banni ba motse oo ba ngongoregela gore go setse go tsere lobaka ba sena kgosi, mme e bile jaanong ba batla go itlhophela kgosi e e leng ya bone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o boletse gore Kgosi Kgamane a re fa banni ba ka tshwara ditlhopho mo kgotleng tsa go tlhopha kgosi, jaanong banni ba tlaa bo ba sa tsepama mo tsamaisong ya bogosi. O gakolotse banni go leba leba ngwana mongwe wa bone yo ba ka mo romang go nna kgosi, ba tsise leina la gagwe ko go ene Kgosi Segotsi, yo ene a tlaa le isang ko go Kgosi Kgamane go le tlhomamisa. politics 7 Mogolwane o lebogela dikomiti go rotloetsa botsogo jwa setshaba Mogolwane mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Mme Kentse Marope, o galaleditse maloko a dikomiti tsa boitekanelo tsa kgaolwana ya botsogo ya Tutume botlhaba go dira ka natla e. O buile se kwa moletlong wa go abela maloko a dikomiti tseo ditlankana kwa Sebina bosheng. A re dikomiti tsa botsogo di simolotse ka ngwaga wa 1978 kwa Russia morago ga gore lekgotla la mafatshefatshe la botsogo le lemoge botlhokwa jwa dikomiti tseo. O boletse fa lekgotla leo le lemogile fa lefatshe la Russian le ne le nna le sengwe se se botlhokwa ka go lomagana le dikomiti go rotloetsa botsogo go tswa kwa moding. O ne a supa fa komiti eo e lomaganya batho le badiri ba botsogo ka jalo seo se dira gore batho ba kgone go bona ditlamelo tsa botsogo ka nako, ka jalo a akgola metse ya Makuta, Nswazwi,Nshakazhobgwe, Sebina le Marobela go bo ba tshwere ka natla ka go rotloetsa botsogo. A re maloko a dikomiti tseo a itshupile fa a na le kutlwelo botlhoko ka ba kile ba agela mongwe ntlo, ba agile masakana a go latlhelwang matlakala mo go one le go dirwa ga lefelo la ba ba nang le bolwetsi jwa kgotlholo e tona go gotlhelela teng. O ne a gatelela ka gore seo ba ne ba se dira ka mowa wa lerato le boithaopo le ntswa go sena phimolo dikeledi e ba e bonang. Mme Marope o tlhalositse fa lephata leo la botsogo le ne la tswa ka mogopolo wa go leka go tla ka methale mengwe ya go ka thusa maloko ao gore ba kgone go oba letsogo fa ba ntse ba tshwere tiro ya bone ka jalo maloko a dikomiti tseo a ne a rutwa ditiro tsa diatla ka tiriso ya go busetsa matlakala mo tirisong. O ne a ba kgothatsa go tswelela fela jalo le go tsaya malebela mo dikomiting tse dingwe tse di tshwananang le tsone tse di sa duelweng mme di tsweletse ka go tsabakela. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa lekalana la botsogo kwa Tutume DHMT Dr Ntambwe Kajikayi o ne a leboga tiro e ntle e e dirwang ke dikomiti ka go leka go rotloetsa botsogo mo bathong ntle le dituelo. Dr Kajikayi o ne a ba kopa go tswelela ba direla setshaba ka mowa o le mongwe a ba kgotlatsa ka gore molemi o lema a le nosi mme maduo a akolwa ke ba le bantsi. E rile a bua maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane wa baoki, Mme Chevula Gwafila a tlhalosa fa ele go lemoga dikomiti tsa botsogo gammogo le tshwaragano ya tsone le bodiredi jwa botsogo le boitekanelo tebang le ditiro tse ba di direlang setshaba ka mowa wa boithaopo. A re gape letsatsi leo, le leka go nonotsha bokgoni jwa maloko a komiti tseo le ka fa ba ka kgonang maikaelelo a bone ka teng. health 6 Ba lela ka lenyora kwa Dikabeyana Balemi ba masimo a Dikabeyana ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Moiseraela Goya, ka letlhoko la metsi. E rile a lekodisa mopalamente, modulasetilo wa masimo a Dikabeyana, Rre Gagoitsewe Johannes a re letlhoko la metsi le alolela batho kwa magaeng. Rre Johannes a re se se dira gore ba tlogele dijwalo mo masimong, mme e re kgabagare ba felela ele bakopi. A re bontsi jwa batho ba masimo a Dikabeyana ga baa ikwadisetsa ditlhopo ka lebaka la gore tante e ne e sa tlhomiwa kwa masimong a bone. O tswelela a tlhalosa fa banni ba masimo ao ba phaka peo ele ntsi, mme ba felele ba sa e dirisetse se ba se e kopetseng, fa bangwe ba e e fa dikoko, a supa seo e le tshenyetso setshaba. Balemi ba ne ba supa gape gore masimo a teng a a ka lengwang, mathata ke tlhaelo ya ditshukudu tsa temo mo kgaolong ya bone. Dikabeyana ke lefatshe le le nonneng thata le le ka ntshang dijo tse dintsi, segolo jang ka dinako tse pula e neleng ka bontsi ka mmu wa bone o tshwarelele bokgola lebaka le le leele. Rre Johannes a re bogodu jwa leruo bo bontsi fela thata mo masimong a bone, mme bo dirwa ke bana le banni ba masimo ao, mme a kopa mapodisi go ba etela kgapetsa kgapetsa. Fa a araba, mothusa ramapodisi kwa Palapye Assistant Superintendent Molly Lebala one a kopa balemi ba masimo a Dikabeyana go ba loma tsebe ka borukutlhi jo bo diragalang teng. E ne ya re a akgela mo go tse a di beilweng pele, Rre Goya o ne a kgothatsa balemi go dirisa lenaneo la ISPAAD le le phunyetsang batho metsi a sennela ruri le go teratela go kgoreletsa leruo go senya fa ba lemile. O ne gape a ba gakolola go dirisa pula tsa bosheng go lema ka bontsi, ka ba tepo loapi ba tlhalositse fa di tlaa na go fitlhelela kgwedi ya Moranang. O ne a ba lekodisa gape ka tsa palamente e e sa tswang go wela, jaaka molao kakanyetso wa dikatlholo tsa bogodu ja leruo le go tswa ka maano a go tlhamela batho ba lefatshe leno ditiro, le tse dingwe jaaka thuo ya dikgomo tsa mashi, a re a tlhaela thata mo lefatsheng leno. BOKHUTLO society 9 Dinotshe di bogadi bo gaufi Banana ba le babedi ba kgotla ya goo Motsokwane kwa Serowe ba itepatepantse le thuo ya dinotshe go rekisa tswina le mamepe a tsone e le tsela e ba e ikgethetseng go tokafatsa matshelo a bone. Bobedi jo, e bong Rre Lopang Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi le monnawe Bonolo Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, ke bangwe ba Batswana ba ba dumelang gore lefatshe leno le na le meamusu ya khumo e e nonneng e batho ba ka tokafatsang matshelo a bone ka yone. Ba tlhaloseditse mo puisanong bosheng gore ba simolotse ka go boloka dinotshe mo mabokosong a mabedi mme ya re ba sena go lemoga fa Batswana ba supile ba rata tswina le mamepe, ba kgobokanya dipoelo ba tlhatlosa madirelo a bone ka go reka mabokoso a le mararo go dira a le matlhano. Rre Bonolo Moanaphuti a re, ”Fela jaaka leruo lengwe le lengwe le tlhokana le go tlhokomelwa ke mong ka go le fa dijo le metsi, le dinotshe re di lemela dijwalo ka gore notshe ke setshidi se se itshetsang ka dithunya” A re ngwaga o ka e ne e le o monamagadi, ba ne ba kgona go lema diekere di le tharo tsa dinawa le tsa mmidi di le pedi, selo se a supileng se nnile le kgolo mo thobong ya dinotshe fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, bobedi jo, bo tlhalositse gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, le bone ba lebanwe ke letlhoko la metsi segolo bogolo ka dipaka tsa fa dipula di seo. Ba re metsi a botlhokwa go nosetsa dijwalo tse ba di lemelang leruo la bone mme ba kaya fa se se ka seke sa ba kgoba marapo go tsweledisa maikaelelo a bone. Ba tsweletse ba tlhalosa fa thuo ya mofuta o, ele motlhofo ka e sa tlhokane le tiro e ntsi le fa ele babereki ba bantsi. Ka jalo ba gwetlha ope fela yo o nang le keletso e e tshwanang le ya bone go tia moko go emelelana le dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Mothusa Tautona o gomotsa boora Morwaanare Kgosi Steven Morwaanare wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o bolokilwe maabane. E ne ya re ka Labotlhano, Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, a etela boora Morwaanare go ba gomotsa. O ne a ba rotloetsa go tshwaragana morago ga go latlhegelwa ke tlhogo ya lelwapa mme ebile e le kgosi ya motse. Mothusa Tautona a re o ne a bona go tshwanela gore le ntswa a pitlagantswe ke ditiro tsa puso, a ye go tshedisa ba ba latlhegetsweng. Moemedi wa lelwapa, Rre Bagodi Phihadu, a re Kgosi Morwaanare o ne a simologelwa ke bolwetse dingwaga tse pedi tse di fetileng. A re go tloga foo, botsogo jwa gagwe ga bo ise bo tlhole bo tokafala go fitlhela a tlhokafala beke ee fetileng. Rre Phihadu o ne a tlhalosa fa Kgosi Morwaanare e ne e le senatla mo tirong ya gagwe, mme a ne a e dira ka bokgabane. Rre Phihadu, yo gape e leng kgosana kwa motseng oo, o ne a tlhalosa fa ba bogosi ba ne ba ithuta go le go ntsi mo go Kgo Morwaaanare mme ebile le ditlhabololo tsa dikgotla tsa bone ba kgonne go di dira ka thuso le thotloetso ya gagwe. A re o rutile morafe go ithaopa mme seo se feletse se thusa gore ba nne le sekolo sa bone sa ntlha sa motse oo le go aga kokelwana. Ngwana wa ga Kgosi Morwaanare, Rre Pako Morwaanare ene o ne a lebogela kgomotso ya ga Rre Tsogwane, a re seo se ba tiisa moko ebile se ba bontsha fa ba se nosi mo tatlhegelong ya bone. A re go ba gomotsa ga gagwe go ba fa tsholofelo le natla go ya go fitlha rraabone mme ba tlaa tswelela ba tshegeditse mowa wa tirisano mmogo. Mongwe wa bagolwane ba motse, Rre Friction Leuwe ene a re Kgosi Morwaanare o diretse motse wa bone ka bonatla mme a tsisa ditlhabololo tse di dirileng motse oo se o leng sone gompieno. Kgosi Morwaanare o ne a tlhomiwa mo bogosing ka ngwaga wa 1979 morago ga go direla Ditshegwane ka boithaopo mme ebile a ne a bereka ka thata gore ditlhabololo di nne teng kwa motseng oo. Kgosi Morwaanare, yo o tlhokafetseng a le dingwaga tse di masome a supa le bone, e ne e le ngwana wa ga Rre Khemeng le Mme Kedirotse Morwaanare kwa kgotleng ya Mokgalo. O tlogela bana ba ferabobedi, bana ba bana ba le lesome le bone le kokomane. BOKHUTLO society 9 Dikole di ikgatholosa molao-modulasetilo Bontsi jwa dikole tsa bananyana mo kgaolong potlana ya Ramotswa di ikgatholosa melawana e e di tsamaisang. Se, se builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo ya Ramotswa, Mokhanselara Adolf Mosalaesi fa a bula phuthego ya ntlha ya kgaolwana ya gagwe, a tlhalosa fa go na le dikole tsa bana di le masome a mabedi le bone mo kgaolong eo mme bontsi jwa tsone di itlhokomolosa tsamaiso jaaka e tlhalositswe mo tsamaisong ya thuto ya bana ba ba botlana ya 2001 gammogo le melawana ya tsamaiso ya khansele. Rre Mosalaesi a re khansele e lemogile fa go nale go runya ga dikole tsa bana tse di seng ka fa molaong. O kaile fa dingwe tsa dikole tse, e rile go felelwa ke lebaka la teseletso tsa seka tsa di ntshafatsa, fa bangwe bone gotlhelele ba sena tsone. O tlhalositse fa khansele e tsweletse ka go bona gore go salwa tsamaiso morago le go rutuntsha beng ba dikole tse ka maiteko a go tlhabolola boleng jwa thuto ya bananyana. O tsweletse a re khansele e tshwaragane le ba-na-le seabe go bona gore diteseletso di a ntshafadiwa. Rre Mosalaesi o tlhalositse fa dikole di le tharo di tswetswe ka mabaka a a farologaneng a akaretsa go palelwa ke go sala melawana ya tsamaiso morago le go dira ba sena diteseletso. A re dikole di le thataro fela ke tsone di kgonneng go fiwa teseletso ya go gweba fa tse dingwe di santse di filwe sebaka sa go ithulaganya sentle pele. education 4 Bogodu jwa dihutshane bo koafatsa maiteko a puso Banni ba metse ya Taupye le Boseja/ Flowertown ba re le ntswa lenaneo la LIMID le le botlhokwa mo go tlhabololeng matshelo a batho, maiteko a lone a nyeletswa ke batho ba ba tsweletseng ka go utswela ba bangwe dihutshane tse ba thusitsweng ka tsone. E rile ba akgela mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Mme Botlogile Tshireletso Seetebosigo ale masome a mabedi le borobabobedi, ba bolela fa lenaneo la LIMID le le bogadi bo gaufi mo go tlhabololeng matshelo a Batswana ka jaana dihutshane di kgona go tsala gabedi mo ngwageng e bile di kgona go tsala mahatlha. Banni ba ne ba kopa gore phuthego ya palamente e e tlaa simololang ka Mosupologo wa beke e tlang, go dira molao o o tlaa letlelelang Tautona go oketsa dikatlholo tsa bogodu jwa loruo. E rile ba itebagantse le dikgang tsa bosheng tsa go itshwara ka maitseo a a duleng mo tseleng ga baithuti ba sekole sa Madiba Senior Secondary le ba sekole sa Pekenene Junior Secondary, ba kopa gore thupa ya mokwatla e letlelelwe mo dikoleng le mo makgotleng a Setswana ka e le yone e ka busetsang banana mo sethong se Batswana ba itsiweng ka sone. Dingwe tse ba di kopileng mo metsing ya bone ke koketso ya dipompo tsa phatalatso ya metsi le motakase kwa Taupye le Boseja, go tshelwa ga ditsela tsa metse ya bone sekontere,go ba agela dikokelwana tse di nang le matlwana a pelegiso le go ba direla motshela-kgabo o ba ka o dirisang go kgabaganya noka ya Mahalapye ka dipaka tsa dipula. Mopalamente Tshireletso one a tlhalosa fa mmuso o tshwenyegile ka dipalo tse di golelang pele tsa go ima ga banana mo dikoleng tsa lefatshe leno, go oketsega ga dipalo tsa bana ba ba phakisiwang dijo mo dikokelwaneng le koketsego ya bana ba masiela le dikhutsana. Mme Tshireletso, yo e bileng ele mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, a re fa borre ba ne ba sa itatole bana e bile bana ba basetsana ba ne ba sa phuaaganye bana le batsadi goya kwa diteropong, madi a a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba go nna jalo aka bo a dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo. O akgoletse batho ba kgaolo ya gagwe go tsena meletlo ya go amogela molelo wa kgolagano ka dipalo tse di ntsi le ntswa pula ene e tsorotla mo metsing mengwe. O ne a ba kgotlhatsa go tswelela ka go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa le go baakanyetsa letsema la ngwaga wa 2016/17 ka go ikwadisetsa dipeo. Mabapi le kgang ya go tlhoka go itshwara sentle ga bana ba sekole sa Madiba le Pekenene, Mme Tshireletso o boletse fa ana le pelaelo ya gore batsadi ba ba sa ikemisetseng go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana eka tswa ele bone ba rekisetsang bana ditago ditshwana majalwa le motlokwane. crime_law_and_justice 1 Ba batla madirelo a a tlhatswang metsi Banni ba Mmatshumo kwa kgaolong ya Boteti ba re ba batla go tlhomelwa madirelo a a tlhatswang metsi. Ba boletse jalo kwa puthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Banni ba re metsi a bone a letswai e bile a fetotse meno a bone. Mongwe wa banni, Rre Matshwenyego Baganetseng a re seemo sa metsi a bone se maswe, mo ebileng ba tlhophile lekoko le le latelang tona wa metsi kwa Gaborone. Rre Baganetseng o ne gape a ngongorega ka lekalana la CEDA, Gender Affairs le PPABD a re ditlamelo tsa one di kgakala le banni ba Boteti ka jaana di le kwa Palapye, Serowe le Gaborone a kopa gore di aname le dikgaolo. O ne gape a re terata ya lephata la matlhoko a leruo e e laolang motsamao wa leruo e senyegile, e bile ga ba na mokenti. Mme Bonang Tumedi a re ba kopa ntlo lehalaha mo motseng wa bone le sekole sa go loga mo Boteti. E rile fa a ntsha pego ya VDC, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Gabantshetse Boshoma a lebogela lenaneo la Ipelegeng a re ka lone ba kgona go dira mananeo a motse wa bone. Rre Boshoma a re ba kopa go okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka jaana palo e ba e filweng ya 105 e le nnye fela thata. Mopalamente Lelatisitswe o ne a re molelo wa kgolagano otla goroga kwa motse wa Mmatshumo kgweedi ya Motsheganong ele masome a mararo le bongwe (31st). O bile a ba kgothatsa go ipaakanyetsa ipelelo dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno lentse le ipusa,ba dira jalo ka go apara mebala ya lefatshe la Botswana . Rre Lelatisitswe o ele a ba gakola gore khamphani ya Botswana Telecommucation Limited BTCL e tla bo e rekisa diabe kgweedi eno le lesome le bonwe go tse Mopitlo a tlhola ga raro. O ne a ba lemotsha botlhokwa jwa diabe a bo a ba rotloetsa go rekisa leruo gore ba reke diabe. O ile a ba lekodisa ka Lenaneo la Economic Stimula Programme (ESP) le a reng ka lone puso e ikaelela go rudisa itsholelo. Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo o ne a supa fa ba tswentswe ke maduo a a wetseng tlase a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa la ngwaga o o fetileng. A re mo dingwageng tse di fetileng sekole se sebotlana sa Mmatshumo se ntse se dira sentle. Kgosi o supile fa temo ya ditselana e ba baya ka fa mosing ka lebaka la tlhaelo ya digogi mme ba felele ba sa kgona go lema sentle. Rre Phetsogang a re babega kgang ga ba bege dikgang tsa kgaolo ya Boteti ka fa go solofelwang ka teng. Badirelapuso ba ne ba araba dipotso tse di amang maphata a bone,fa mopalamente a ne a supa fa a tsaya tsie matshwenyego a bone e bile a tlaa a sala morago politics 7 Lerato le keletso ya go dira di aga kgwebo Go nna le lerato, keletso ya go dira ka manontlhotlho le go ntsha maduo ke dingwe tsa dilo tse di agang kgwebo gore e atlege. Se se ne se buiwa ke Mme Estere Onius wa Moroka yo o itshetsang ka go roka mesese ya Setswana mo potsolotsong le A re fa o ititeile sehuba o ka kgona go nna mogwebi wa popota e bile o ratwa ke bareki, e le ka ntlha ya tiro e ntle e o e dirang. O ne a tlhalosa fa a sa ithutela go roka kwa sekoleng mme a ne a kgatlhegela go roka fa a ne a bona motsadi wa gagwe a roka mme a felela a nnile le kitso ya go roka. A re go gola mo lelwapeng le go nang le moroki go ne ga mmetla ka a ne a anywa kitso le bokgeleke jwa go roka kwa ga bone. E rile ka 2011 a simolola go ikemela ka dinao a ipulela kgwebo a simolola go roka mateisi. A re le ntswa kgwebo ya gagwe e le kwa Francistown, bokgeleke jwa gagwe bo ne jwa dira gore a kgone go nna le bareki ba bantsi go dikologa toropo le go fitlha kwa Gaborone tota. Mme Onius a re bareki ba ne ba kgatlhegela tiro ya diatla tsa gagwe mme a simolola go nna a tla kwa Gaborone kwa a tlang teng ka mafelo a beke le ka mafelo a kgwedi go tla go ipapatsa. A re go rekisa phatlalatsa kwa mmolong wa Railpark go ne ga mmerekela ka gore o ne a kopana le batho ba ba farologanyeng ba ba rotloetsang kgwebo ya gagwe. Mme Onious a re le mororo a simolotse kgwebo ya gagwe ka bonnye jo a neng a na le bone, o ne a leka mananeo mangwe a puso a a akaretsang la banana le la nyeletso lehuma. A re o ne a seka a thusiwa ke lepe la mananeo ao mme se se ne sa seka sa mo kgoba marapo go tswelela ka kgwebo ya gagwe. “Le fa ke ne ke sa thusiwa ka mananeo, ke ne ka tswelela le tiro ya me e e ntshetsang ka ke na le lerato mo go yone,” ga bua Mme Onius. A re se se ne sa mo ruta gore katlego ga e a ikaega fela ka dithuso le mananeo a puso, e ikaegile ka lerato mo go se o se dirang. Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, Mme Onius a re le ene o ne a kopana le dikgwetlho mme ga di mo itse go ntsha maduo mo tirong ya gagwe. A re nngwe ya kgwetlho tse a kopanang le tsone ke ya go reka didirisiwa tse a di dirisang di tshwana le matsela kwa ntle ga Botswana mme ka nako tse dingwe go kgona go fitlhela kwa a rekang teng a fedile. A re seo e nna poelo morago ka a tlaa bo a sa kgone go ntsha maduo mo tirong e bile a sa kgone go dira ditsholofetso tsa gagwe mo bareking ba gagwe. A re kgwetlho e nngwe e a nang le yone ke ya ditlhwatlhwa ke di kwa godimo tsa phiriso ka dinako tse dingwe ga a bone dipoelo. Mme Onius o ne a rotloetsa banana go ikemela le go itshetsa ka botswerere jo ba bo filweng ke Modimo go ipetlela bokamoso. A re ba seka ba ikaega fela ka puso go ba tlhamela ditiro mme ba ikemele ka dinao go itshetsa ka letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile go itirela ka diatla go le monate. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Borre ba Kazungula ba a kgokgontshiwa - dipatlisiso Maduo a ditlhotlhomiso tse di dirilweng ke lephata la tsa bong ka kgokgontsho mo motseng o di supile fa borre ba Kazungula ba kgokgontshiwa go feta bomme. Mogolwane wa lephata le, Mme Onneile Monna, a re ditlhotlhomiso tse di dirilwe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanatsele, ka thuso ya ba lephata la dikitsiso, khansele, Chobe arts le a mangwe. “Re ne re tsamaya ntlo le ntlwana re botsa banni ba motse o ka kgokgontsho e e diragalang mo malwapeng a bone, mme re tsisitse maduo a ditlhotlhomiso tse fa a sena go anamisiwa kwa go bone,” a tlhalosa. A re ba tsile go kopana le banni ba motse o gore batle ba tswe ka maano a gore ba tsee tsela efe ka kgang e. Modiri mo lephateng la bone Mme Abaleng Khombani o boletse fa ditlhotlhomiso tse di supile fa ba na le bogole ba kgokgontshiwa mo malapeng. O tlhalositse gore kgokgontshiwa e simolola fela ka go kganela bana le bogole tshono ya go tlhatlhakana le batho kana go tsewa ka tekatekano le batho. Fa ba akgela, mongwe wa banni ba motse o one a tlhalosa fa kgethololo ya ba na le bogole, e e leng kgokgontsho gape ga e kitla e fela ka gore mo na le bogole o kgona go amogelwa mo lwapeng le a nnang mo go lone mme sechaba, kana baagisanyi base ke ba mo amogele. Mme Mafikizolo, o o kopile basadi gore ba nne ba tlhaloganya gore botshelo jwa le botsogo jwa bone di mosola thata. “Basadi re na le gore fa re kgokgontshiwa abo re tshaba go ya go ikuela ko go ba molao ka gore re abo re labile gore rre yo re tlaa bong re mo sekisa yo ke ene a re tshetsang mo lwapeng mme se se dire gore re nne fela re kgokgontshiwa,” a tlhalosa. O buile a sa kgale mathe are gore go fokotsa kana go fenya kgokgontsho gotlhelele ke fela fa bomme ba ka tsaya kgang e ka tlhwaafalo ka gore ko bofelong e kgona go baka dintsho le dikgobalo tse di masisi. Borre ka bontsi ba supile fa kgokgontsho e ba diragalela ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Molatlhegi o tlhalositse gore bomme ban a le dikgang tse di bosula tse ba nnang ba di buisa borre, tse di dirang gore ba felele ba palelwa ke go itshwara ka go twe lefoko ga le bowe, go bowa monwana. A re go palelwa ke go itshwara ga bone go felela go dira gore ba dirise ditsela tse di sa siamang go kgalemela bomme jaaka go itaya. Borre ba supile fa ba setse ba tshaba go ya go ikuela ko go ba molao ka gore fa ba tsena kwa ba a tshegiwa, borre ba mapodise ba ikgatlha ka bone ba ba botsa dipotso tsa gore ke eng ba palelwa ke basadi ele ba bone go na le go ba thusa. Ba re se se ba kgoba marapo mo ba felelang ba ineela ba nna nna fela mo kgokgontshong. Ba kopile ba molao gore ba dire tiro ya bone, ba ba fe thuso fa ba e tlhoka go na le go ba tshega gore kgokgontsho e e diragalang e e diragalang mo malwapeng e fokotsege. Ba gateletse kgang ya gore ba a atlholwa fa ba palelwa ke go tlhokomela bana ba bone go na le gore go duwe ka megopolo e e ka ba thusang. Ba re molao o wa go tlhokomela bana ba lemogile fa o gateletse bone fela. Kgokgontsho e nngwe e e nankontsweng ke ya batho ba ba tswang kgolegelong. Ba re batho bao ba buisiwa dikgang tse di utlwisang botlhoko tse di felelang di dira gore ba dirise ditsela tsa kgokgontsho kana ba itlhaole mo sechabeng kana ba nna ba sa phuthologa. Go tlhalositswe fa batho bae le batho fela jaaka mongwe le mongwe ebile go isiwa kgolegelong e ne ele tsela ya gore ba ye go ipaakanya maitsholo, jalo banni ba motse ba kopiwa go ba amogela fela jaaka mongwe le mongwe gore kgokgontsho e fokotsege. Fa a akgela Mme Khombani o tlhalositse fa molao o diretswe gore o rarabolole mathata ka tekatekano. A rotloetsa borre gore le bone ba tseye dikgato fa bomme bas a tlhokomele bana ka gore seo ke kgatelelo mo go borre. Ko bofelong banni ba motse o ba kopilwe go dirisa mananeo a nyeletso lehuma a lephata le le nang nao. Rre Duncan Madiabaso modiredi wa ofisi ya tsa nyeletso lehuma o tlhaloseditse banni ba motse o gore mananeo a a ka ba thusa go itshetsa ebile se se ka dira gore bomme b aba kgokgontshiwang ke borre ba ba ba tshetsang ba ikemele ka nosi ba sa ikaega ka ope. Banni ba motse o ba ngongoregile ka gore go tsaya lebaka pele ba ka fiwa phetolo ke ba ofisi e, ebile nako nngwe ga ba fiwe phetolo gotlhelele, selo se se dira gore ban ne maoto a a tshupa go a kopa. Fa a tlhalosa Rre Duncan are mananeo a a fiwa batho ba eleng gore ga ba na se ba itshetsang ka sone gotlhelele ebile nako dingwe batho ga ba fiwe phetolo ka gore ba a bob a sa sala ditaelo tse ba di filweng morago. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Komiti ya boipuso e a swabisa Kgosi ya Bobirwa yo e bileng e le leloko la ntlo ya Dikgosi, Mmirwa Malema o ntshitse matshwenyego ka komiti e e baakanyetsang boipuso ya Bobonong. E rile mo phuthegong ya kgotla bosheng Kgosi Malema a re go a swabisa go bona komiti eo e se ke e nna le kopano epe e bile a sa itse kwa e le gatang teng. Kgosi Malema o boletse gore komiti ya boipuso ya Bobonong e tshela fela fa madi a ipaakanyetso boipuso a dule mme a kopa morafe go tlhopha komiti e e tlhaga e e tlaa tsamaisang ditiro tsa bopuso sentle. O kopile morafe wa Bobonong go tla kgotleng kgwedi eno e le lesome le bosupa go tla go tlhopha maloko a masha a komiti ya boipuso. A re dikgotla ka go farologana mo motseng oo di ntshe baemedi ba ba nonofileng go tsenngwa mo komiting eo. Mo go tse dingwe o kopile setshaba go simolola go rapelela pula le go ipaakanyetsa letsema. O lekodisetse morafe gore lekgotla le le sekang ditsheko tsa ikuelo le tlaa bo le reeditse ditsheko kgwedi ya Lwetse e le lesome le borataro mo kgotleng ya Bobonong. Bokhutlo politics 7 Phokoje go tshela yoo dithetsenyana Mo botshelong jwa se gompieno, go thata ya lentswe, mang le mang o tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe. Go nna maoto a tshupa go ka tsisa lehuma. Se se builwe ke Mme Thembi Bulala mo potsolotsong bosheng. Mme yo ke motsadi yo o dirileng kgwebo ya go rekisa dijo go lwantsha lehuma mo botshelong jwa gagwe. Mme Bulala, yoo o saleng ka a fetsa lekwalo la gagwe la bosupa ka ngwaga wa 1983, mme ka go tlhoka lesego one a seka a nna le maduo a a kgatlhisang. Seemo se se ne sa seka sa mo kgoba marapo, a tiya mooko ka go batla go itirela gore a itshetse le ba gaabo. Kgwebo ya ga mme Bulala e e nang le dingwaga tse masome a mabedi le bothano, e mo tlodidisa melatswana mme botshelo bose bo ye pele. A re kgwebo e e mo thusa ka dilo ditshwana le go duela madi a sekolo, go reka paka ya sekolo, le go baya sese yang maleng mo tafolen. Mme Bulala yo o segofaditsweng ka bana ba le barataro, mme a sena mothusi o boletse fa a ka seke a ineele, kgotsa anne fela a lebe boeteledi pele jwa lefatshe ka bana ba ka wela mo isong. A gatelela ka gore mokoduwe go tsoswa yo itekang. O tlhalositse gore le fa ntswa kgwebo etle e wele ko tlase bonyennyaneka jo abo bonang o reka di dirisiwa tsa kgwebo ya gagwe ere go setse sengwe a latlhele ha sebolokelong sa gagwe ko posong. O tswelelala a re le fa itsolelo e reketla ga a phuthe mesobana, a re bangwe ba bareki ba gagwe ba etle ba kolote mme fa kgwedi e fela ba mo atswe. O bua gore tirisanyo mmogo ke yone e mo berekelang. Mme yoo o dinngwaga di masome a mane le bone a re o rata kgwebo ya gagwe thata le ga ka malatsi a mangwe a kgona go bona madi a kana ka P50.00. Go mo tlama gore a feletse a reka didirisiwa tse di tlhaelang kana a ntshe madi a gagwe a dirise one mme ka phelelo ya letsatsi a tswe fela a iphutlhere a sena morokotso. Are dipaka ditshwana le tsa dipula di kgona go ama kgwebo ya gagwe ka a dirisa molelo wa dikgong go baakanya dijo tse a di rekisang. Lentswa kgwebo ya gagwe e dirwa ke batho ba bantsi, e bile ba bangwe ba dirisa di dirisiwa tsa segompieno tse di thuthafatsang dijo. Fela jaaka bone baba dirisang maranyana o itlama go dira pharologanyo, ka tatso ya dijo tsa gagwe. Le fa go ntse jalo mme thembi are o tsere kgwebo e e ka mabaka a gore o e bogadi bo gaufi gape dijo di bothokwa thata ka mmele o tlhoka dikotla. Mo go a tlhaa la gagwe a bofelo a re o rotlowetsa batho , bogolo jang banana gore ba ikemele ka dinao puso etla ba fitlhela ban ale medi e e ka nosetswang mme e tswe e nne kgwebo e tona. Are letlhoko la ditiro le ama bat ho botlhe mogolo, monana le ngwana tota. Mme Bulala a re sechaba se nne pelotelele, ka puso e dira ka maatla a bone otlhe go thusa baba saletseng kwa morago. Fa garela are ene o santse a na le tsholofelo e ntsi ya gore ka lengwe la malatsi puso e tla mokgwa dikgaba ka selelo le pitlagano tse a leng mo go tsone. economy_business_and_finance 3 Bakgweetsi ba tshwanetse go nna le boikarabelo Mogolwane go tswa mo lekalaneng la LEA Mme Abigail Mokiya o rotloeditse bakgweetsi go ipaakanyetsa ka go nna le seabe mo thusong ya potlako ya (first aid) fa ba kopana le kotsi e diregile fa ba le mo mesepeleng ya bone ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo pabalesegong ya botshelo mo go yo o amegileng. Thotloetso e,o e buile maabane mo dithuto puisanong tsa bakgweetsi tse ba neng ba di rulaganyeditswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng mo Tsabong. Mme Mokiya o ne a tlhalosa fa thuso ya potlako e ka dirisiwa kwa tirong, mo lwapeng le mo koloing fa kotsi e diregile. A re e botlhokwa ka e ka boloka botshelo jwa yo o amegileng pele ga thuso e o ka e bonang kwa sepateleng. O kaile fa mo thusong ya potlako go sa letlelesege gore ope o ka dirisa melemo mo nthong ya yo o gobetseng ntleng fela le ba bongaka. O ne a kopa bakgweetsi go tsenelela dithuthuntsho tsa thuso ya potlako ka e le mosola thata mo matshelong a bone le setshaba ka kakaretso. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa modulasetilo mo komiting ya ipabalelo tseleng mo kgalagadi borwa Assistant Supurintendent Keagetswe Lorato o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa go hema dikotsi le Go ba tsibosa ka ditlamorago tsa go tlhoka go kgweetsa sentle gammogo le go ba rotloetsa go nna le go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ga go direge dikotsi dipe gotlhelele. Moeteledipele mo lephateng la CTO mo Tsabong Rre Loruo Morwe o ne a supa ba tshwengwa ke palo e ntsi ya dikoloi tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya go kgweetsa bohahalele ga bakgweetsi bangwe ba puso. O ne a kaya fa dikoloi tsa puso di senyega ka pele ga lobaka lo lo di beetsweng fa di tshwantshwangwa le tsa beng mme a kopa bakgweetsi go di ela tlhoko le go di tlhokomela sentle ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone. Rre Morwe o ne a itsise bakgweetsi ka boranyane jo bosha (FTMMS) jo bo tla tsenngwang mo dikoloing tsa puso go laola mosepele o ba o tsamyang fa ba le mo tirong a supa fa seo se tla thusa gore di dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng. Mme Botty Ranthoakgale mogolwane go tswa mo lephateng la CTO mo lekalaneng la batlhatlhobi ba dikoloi o ne a iteela kobo moroko mafoko a Rre Morwe ka go rotloetsa le go kopa baeteledipele mo maphateng a puso aa farologanyeng go tlhatlhoba dibukana tsa dikoloi tse di diisiwang ke bakgweetsi ka nako tsotlhe ka seo se ka fokotsa go dirisiwa botlhwatswa ga dikoloi tsa puso le go tlhoka go tsamaya mesepele e ba sa e laolelwang. Mme Ranthoakgale o ne a kopa bakgweetsi gape go fokotsa mesepele ya bosigo ka go bereka nako ee feteletseng ba gabile madi, A kaya fa seo e le sone se gantsi se bakang dikotsi mo dikoloing tsa puso. Rre Kefentse Magowe mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng fa a bua mo dithuto-puisanong tseo o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka botlhokwa le thulaganyo ya go dira setlankana sa go kgweetsa. A kaya fa molao o letla gore se ka dirwa ke Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga tse di lesome le boherabobedi go ya kwa godimo Rre Magowe o ne a gakolola bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikopanya le go itsise ba ofisi ya bone ka nako ya fa ba fapaanya dikoloi go itsa diketsaetsego tse di ka kgonang go nna teng magareng ga bone a go tlhoka go tshwana ga di nommore tsa di engine fa ba kgethela dikoloi tsa bone. Mongwe wa ba ba neng ba laleditswe mo dithuto puisanong tseo mogolwane go tswa mo lekalaneng la MVA Mme Tebogo Robertts o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka maikaelelo le maitlamo a supa fa lekalana la bone le itebagantse le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o amegang mo dikotsing tsa tsela fa a gobetse ba mo thusa ka tsa bongaka ka na tsa phitlho. Mme Roberts o ne a tlhalosetsa batsena dithuto puisano tseo fa lekana la MVA pele ga le ka thusa yo o amegileng ba tlhokana le bosupi jo bo tswang kwa go ba botsogo le ba sepodisi go rurifatsa tiragalo eo. O ne a itsise setshaba go inaakanya le ba ofisi ya bone ee kwa Kang yo e leng yone e okametseng kgaolo ya kgalagadi. Mongwe wa bakgweetsi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisanong tseo fa a kgwa dikgaba baruthuntshi bao Rre Benjamin Madube o ne a lebogela dithuto, a tla a supa fa gantsi dikotsi dingwe di bakwa ke go tlhoka go rulagangwa le go rerisanwa sentle ga mosepele pele ga nako ke baeteledipele, a kaya fa seo gape se baya bakgweetsi mo kgatelelong ka nako e nngwe ba bo ba sa ipaakanyatsa mesepele. Fa ntsha la gagwe Sup Inspector Olebile Rakhobo wa sepodisi sa pharakano o ne a supa fa ba sepodisi ba gatisitse dikgang di le 125 tsa dikotsi tse mo go tsone go nnileng le dintsho di supa dikgobalo tse di masisi di le 24 le tse di potlana di le 40 mo kgaolong ya kgalagadi borwa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Sedimonthole e ya fifing. Sup Inspector Rakhobo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go kgweetsa mokgweetsi a nole bojalwa e le one molato oo di gogang kwa pele fa go tshwantshwangwa le e mengwe e akaretsa go kgweetsa mokgweetsi a sena setlanakana,letsapa le e mengwe. Mo mafokong a gagwe a tebogo mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba Rre Thoje Thoje o ne a lebogela ba komiti ya ipabalelo tseleng le baemedi ba maphata otlhe aa neng a ruthuntsha a kaya fa dithuto tseo le mosola le gore di tla tlisa pharologanyo mo matshelong ka di ba butse matlho mabapi le ipabalelo tseleng. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Letso ga le a tshwanela go tsena Batswana gare Go tlhalosiwa fa ngwao e le tsela e batho ba tshelang ka yone, le e ba ka tshedisang batho ba bangwe ka yone. Kgosi Kgari III wa Bakwena o tlhalositse jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao ya Bahurutshe kwa Mmankgodi ka Matlhatso (Moranang a le masome mabedi le boraro). Kgosi Kgari a re jaaka ngwao e tswelela ka go nonofa, batsadi ba tshwanetse go e ruta bana ba bone le go ba ruta puo ya Setswana gore ba gole ba itse puo ya gagabo. O tlhalositse gape fa dipharologanyo tsa letso di sa tshwanela go kgaoganya Batswana, mme ba tshwanetse go tswelela ba tshela mmogo ka kagiso, ba seka ba letlelela dikgoberego le tlhakatlhakano tse ba di bonang kwa mafatsheng a mangwe. Kgosi o boletse fa Batswana ba tshwanetse go ruta ditshaba tse dingwe gore ba ka tshela mmogo ka kagiso le ntswa ba le merafe e e farologanyeng, ba bo ba tlhomamise gore dilo tse dingwe ga di ba senyetse ngwao. O kopile ba itsholelo e ba letlang, go ipulela makalana a kgaso a television, a a itebagantseng fela le tsa ngwao. A bo a kopa Batswana go rotloetsega go itirela ditshwantso tsa motshikhinyego tsa Batswana le metshameko ya Setswana. O kopile babegadikgang gore e re fa ba bega dikgang tsa ngwao, ba seka ba itira jaaka ekete ga ba itse ngwao le gore ba seka ba itlhokomolosa Setswana. E ne erile fa a amogela baeng, Kgosi States Letlole wa Mmankgodi, a supa fa ba ne ba eleditse go tshwara moletlo wa ngwao ngwaga e e fetileng, mme ka go tlhoka lesego ba tlhokafalelwa ke dikgosi tse pedi ka go tlhomagana, ebong Kgosi Thobega Letlole yo a neng a le kgosi ya Mmankgodi go tloga ka ngwaga wa 1953, go fitlhela a tlhokafala ngwaga e e fetileng, mme morago ga gagwe ga tlhokafala monnawe. O tlhalositse fa ba ne ba tlosolosa moletlo o, mme fa ba re ba simolola go ipaakanyetsa moletlo, ga tlhagoga dikgang tsa nare e e neng e bonywe kwa kgaolong ya gaNgwaketse, e e batlileng go ba tlhakatlhakanyetsa dilo, ka jaana go ne go raya gore ba ya go nna le mokete o o senang nama. Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana, o ne a kopa Motswana mongwe le mongwe gore se a se dirang a tlhome lefatshe la Botswana kwa pele ga sereto sa gagwe, ba seka ba lebala gore ke Batswana. O tlhalositse fa Batswana ba sekei tota, ba tlholega kwa lefatsheng la Afrika Borwa mo monneng yo a neng a bidiwa Kgosi Phofu. O boletse fa monna yo a ne a na le ntlo e tona e kwa go yone go neng ga tsalwa Mohurutshe, fa kwa go e potlana go ne ga tsalwa Kwena, Ngwato le Ngwaketse. O tlhalositse fa Mohurutshe a ne a tsala Motebele le Motebejana, mme Motebele a ne a busa ka chaka, a supa fa erile nako nngwe fa Motebele a ile letsomo, a ne a bona tshwenyana a bo a e tsaya a e isa gae ka e ne e mo kgatlha. O tlhalositse fa a ne a re a ya letsomo, a ne a laela Motebejana go sala a disitse tshwenyana e thata, gore e re a boa a e fitlhele, mme ka go tlhoka lesego erile tshwenyana e e bona ditshwene tse dingwe ya bo e siya, ke moo Motebejana le rraagwe le morafe o mongwe ba ne ba siela ntlheng ya lefatshe leno, ba ya go thibelela kwa motseng wa Otse, morago ba ya Lobatse, Tsabong, Hukuntsi ba bo ba tlolela kwa lefatsheng la Zimbabwe. O boletse fa sereto sa tshwene se dule gone fa. O tlhalositse fa ba ne ba kgokgontshiwa ke Matebele kwa Zimbabwe mme ba boa ba ya go fitlha kwa Tonota, kwa erileng ba fitlha teng morafe wa Bakalaka wa ba bitsa Bakhurutshe. O boletse fa Motebejana a ne a siya gape a tla ntlheng ya Manyana, Mmankgodi le gooSethebe. O boletse fa Bahurutshe ba Mmankgodi e le ba gooNong, a bo a tlhalosa fa a tlaa tlhalosa thata ditso tsa Bahurutshe kwa moletlong o motona o ba o rulaganyetsang mo ngwageng o. BOKHUTLO society 9 Itireleng dikgwebo-Kebonang Mothusa Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Advocate Sadique Kebonang, o rotloeditse banni ba Tonota go dirisa dikhamphani tse di tlhamilweng ke puso go itirela dikgwebo. O buile se mo phuthegong e a neng a e buisa ka Labobedi. A re dikhamphani tse di akaretsang Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA), Local Enterprise Authority (LEA) le Companies and Intellectual Property Authority (CIPA) di supile fa di na le bokgoni jwa go thusa Batswana go tlhama dikgwebo tsa sennela ruri. Le fa go ntse jalo, Advocate Kebonang a re ba tshwenngwa ke gore dikhamphani tse ga di kgone go neela Batswana ditirelo ka bofefo jo bo kgonagalang. O tlhalositse gore CEDA ga e tlhaole gore a motho ke mogodi kana monana, a tlatsa ka gore mo diphuthegong tse a di buisitseng, o tsamaile a utlwa dilelo tsa morafe gore ga ba bone dithuso tse di maleba. A re puso e baakantse seemo sa dithuso tse di neng di le bonya go atumetsa dingwe ditirelo kwa bathong mme o tlhalositse gore dikompone tseo ka boraro jwa tsone di bereka mmogo ka go thusa Batswana go bula dikgwebo. Mothusa tona a re seabe sa LEA ke go rutuntsha bagwebi ba ba botlana go itse ka go tsamaisa kgwebo gammogo le go ba batlela mebaraka, a tlatsa ka gore CIPA yone e tokafaditse maranyane gore seemo se nne bofefo. Advocate Kebonang a re ke nako ya gore morafe wa Tonota o eme ka dinao go inaakanya le Selebi Phikwe Economic Diversification Unit (SPEDU) go dira ditumalano tsa go ba rekisetsa ditamati. O kopile morafe go tsosa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) a Francistown ka go ba rekisetsa palo ya dikgomo e e tlhokafalang, a re go sa nneng jalo matlhabelo a ka gomagomediwa ke go tswala mme seo se busetse maiteko a puso kwa morago ka e ne e se keletso ya puso go ka tswala matlhabelo ao. Advocate Kebonang gape o rotloeditse morafe go lema fela thata a re temo-thuo ke yone teemane ya Motswana mme a re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya dikoporase, a kopa morafe go ipopa setlhopha mme ba tsosolose dikoporase. Fa a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa dikgwebo tsa Tonota, Rre Tapologo Nyake o akgotse puso go tla ka mananeo a mantle ao, a re sebe sa phiri ke gore go thata gore a goroge mo diatleng tsa Batswana. A re le fa puso e tsere tshwetso ya go tokafatsa ditirelo, mme se se buiwang mo diphuthegong se fapaana le se se dirwang kwa diofising. Rre Ngake a re dikompone di tlhamilwe di le dintsi ka go farologana, a re lenaneo la go rudisa kgotsa go tsosolosa itsholelo le akaretsa motho a le mongwe fela go dira tiro yotlhe, a tlatsa ka gore seo ga se kitla se ba inola mo lehumeng. Mme mongwe wa mogwebi, Mme Ruth Nyathi a re dingwe dikompone tse di beeleditseng mo gae di tsaya batho kwa mafatsheng a bone go ba fa ditiro go na le go thapa Batswana, ka jalo a kopa puso go tsenya leitlho thata mo go tsone.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba ngongoregela dinako Bagwebi ba marekisetso a bojalwa mo Tsabong ba lela ka dinako tsa go bulwa le go tswala ga dibara le ba marekisetso a matona a bojalwa a ba rekang mo go one, ba supa fa seo se ba baya ka fa mosing ka ba tla seke ba dire dipoelo. Dingongorego tse di tla morago ga gore puso e letlelele gape go bulwa ga marekisetso a bojalwa go simolola ka Laboraro Seetebosigo a tlhola gararo morago ga go tsaya tshwetso ya go tswala madirelo otlhe a bojalwa go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID1-19. Mo puisanong le BOPA mongwe wa marekisetso a Stratton Oakmont, Mme Tselele Tsheleku o tlhalositse fa ba ngongorega ka malatsi le dinako tse di beilweng ke puso kgatlhanong le go laola kanamo ya mogare wa corona tsa go bula dibara go simolola ka nako ya lesome mo mosong, mme go tswalwe ka nako ya borataro maitseboa. O bile a ngongorega ka phokotsego ya malatsi a go gweba ka bojalwa mo bekeng bosheng. Mogwebi yoo o supile fa seo se ba kgoba marapo ka bareki ba tlaa felela ba reka kwa madirelong a matona ka ditlhwatlhwa di le kwa tlase. O ne a supa fa gape seo se tsosa tlhoka-kutlwisisanyo magareng ga bone le bahiri ka ba tlaa palelwa ke go ba duela madi a phiriso ka bontsi jwa bone dikago e se tsa bone. Mme Tsheleku o kopile puso go sekaseka molao oo gape ka go busetsa dinako tse di neng di dirisiwa pele ga bolwetse jwa COVID-19 gore di seka tsa tshwana, bogolo dibara ba bule le go tswala pele jaaka go ne go ntse go le pele le gone go bula malatsi a beke otlhe ka ba ka nna le sebaka sa go rekelwa botoka. Mongwe wa bagwebi ba bojalwa le dijo, Mme Nkitseng Ditlhabi o ne a iteela kobo moroko mafoko ao a supa fa botshelo pele ga COVID-19 bo ne bo siame ka ba ne ba dira dipoelo tse di botoka, mme jaanong ba lela fela ka dinako tse di tshwanang ka bone jaanong ba tlaa seke ba bone bareki gotlhelele. Mabapi le molawana wa go reka kwa dibareng go nwela kwa malwapeng, Mme Ditlhabi o supile fa ba o amogela ka diatla tsoo-pedi ka ba akanyetsa gore fa go ntse jalo melawana ya go katologana ka mmithara go ya kwa go e mebedi ga e na go diragadiwa sentle fa ba setse ba itumetse thata. Mongwe wa bagwebi ba bojalwa kwa Liquorama kwa Sefalana Shoppers Rre Seven Ndeneni o ne a phophoma ka boitumelo a supa fa ba solofetse dipoelo tse di kwa godimo ka ba lekile bojotlhe go reka majalwa a mantsi go netefatsa gore a tsaya lobaka lwa kgwedi e bile gape ba a rekisa ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase. E rile fela ka nako ya lesome mo phatleng banwi ba bojalwa mo Tsabong ba bo ba setse ba tletsetletse le marekisetso a bojalwa ka go farologana go itimola lenyora la bojalwa ba ntse ba nyenya. Le fa go ntse jalo, marekisetso a dibara le a matona otlhe mo Tsabong ba ne ba dirile maiteko otlhe go tlhomamisa gore ba sala morago melawana yotlhe ya COVID-19 ka go tshwaya go katologana ga batho mo madirelong le gone go tsenya palo e e lekaneng, go baya dikupu tsa metsi a a molora e bile a le bothito, go kwadisa bareki botlhe le gone go dirisa sekapa-mogote le go tlhomamisa gore botlhe ba dirsa dipipa molomo le dinko. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a tlhotlhomisa leso la mosadi Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa New Xade a tlhokafetseng malatsinyana morago ga go nwa khadi. Fa a bua le lekalana la dikgang la A re ba bangwe ba ne ba tokafala morago ga malatsi, mme moswi ene ga pala. O tlhalositse gore go tlhalosega gore moswi o ne a ya kwa kokelwaneng ya New Xade, seemo se ntse se sa tokafale. A ne e rile kgwedi eno e le lesome, a boela gape kwa kokelwaneng eo mme ba mo fetisetsa kwa kokelong ya Ghanzi, ka seemo se ne se tsere phekelo e sele. Rre Lekone a re e ne ya re morago ga go lala bosigo bo le bongwe kwa kokelong a tlhokafala. A re moswi o kwa setsidifatsing sa kokelo ya Ghanzi go tlhatlhojwa go bona se se ka tswang se bakile leso la gagwe. Mo go tse dingwe,Rre Lekone a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana le le dingwaga tse di masome mabedi le bobedi a fitlhetsweng ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane bosheng. A re lekawana leo le ne la emisiwa ke mapodisi go batla teseletso ya go tswa mo lapeng mme ya re go bona a sena pampiri e, ba mo phuruphutsha mme ba fitlhela setlhatshana seo mo pateng ya borokgwe e e kwa morago. A re lekawana leo le ne la gololwa mme ba santse ba rometse setlhatshana seo kwa Gaborone go ya go sekasekwa sentle go tlhomamisa gore ke eng. END crime_law_and_justice 1 Baemedi ba kopiwa go dirisana le setshaba E rile bosheng banni Palapye ba kopa makhanselara le mopalamente wa kgaolo eo go tshwaraganela ditlhabololo le morafe ka maikaelelo a go tlhabolola kgaolo. Fa a bua morago ga gore morafe o rolelwe barongwa ba bone ba sepolotiki, modulasetilo wa lekgotla la Palapye Development Trust, Rre Michael Maforaga o tlhaloseditse makhanselara gore ba ba tsheletse dithupa ka ba lemoga fa ba sa dire le morafe segolo jang ka go sa tseneng diphuthego tsa kgotla kwa ditlhabololo di rolwang teng. O ba kopile go tshwaragana le morafe o o ba tlhophileng ka kelelelo ya go lemoga gore batlhophi ba na le nonofo e e fetang ya barongwa. O boletse gore banni ba Palapye ba ipaakantse go dira le bone mme ba ya go ba baya leitlho gore ere fa ba paletswe ba ba role maemo ao morago ga dingwaga tse tlhano go sutela ba bangwe. Sebui se sengwe, Rre James Olesitse o lebogetse thulaganyo ya mopalamente ya go itholela morafe, mme a re boikarabelo jo Rre Goya a bo neetsweng bo supa tshepo ka jalo le bone ba solofetse gole gontsi mo go ene. Rre Olesitse a re o tlhaloganya sentle gore ditlhabololo di dirwa ka lenaneo le le rurifaditsweng ka fa molaong. O tlhalositse fa ba tlhamile palamente le khansele ya motse go thusa barongwa go gorosa ditlhabololo kwa bathong ka bofefo. O akgotse lekgotla la kabo ditsha ka a re gangwe le gape ke lone le le tsenang diphuthego tsa kgotla mme a supa fa motse o ka se tlhabologe fa makalana a puso a sa itsise morafe ka tse diyang go dirwa mo motseng wa bone. Fa ba tswa la bone, banana ba kopile baemedi go tshwaragana le bone gammogo le makgotla a a teng mo motseng go bua ka ditlhabololo. Ba tsweletse ba re motse wa bone o humile meamuso e e ka ba isang golo gongwe fela fa boemedi bo ka ema ka dinao jwa tshwaragana le morafe ka lerato le boineelo. Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Keeta Masogo ene a re ga a jesiwe di welang ke gore univesithi ya maranyane ya BUIST e mo Palapye mme go na le tlhakatlhakano e banni ba sa bolelelweng ka yone. O kopilwe gore go tsenngwe leitlho fa go tlhophiwa batho ba ba tsenang mo komiting tsa botsamaisi ka fa gongwe go tsena batho ba ba senang boikarabelo ntswa motse o na le banna le basadi ba ba nang le boikarabelo go ka rongwa. E rile a tswa la gagwe, mopalamente e bile ele mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso Rre Moiseraela Goya a tlhalosa fa a ya go bereka ka bonatla, botswerere, botswapelo, bonokopila le boikobo go tlhabolola motse wa bone. O gakolotse makhanselara go itse ba-na-le bogole, batlhoki, masiela le bagodi ba dikgaolwana tse ba di emetseng le gore ba thusiwa ka fa tshwanelong. O tlhalositse fa a neetswe boikarabelo ja go itebaganya le dikole tse di kwa tlase go ya go ema ka tse dikgolwane. Rre Goya a re ene le Dr Dow ba mo lebelong la go bona gore boleng jwa thuto e nna jo bo kwa godimo go tsholetsa serodumo sa thuto ya lefatshe leno. Fa a itebaganya le dikgang tsa BIUST, o boletse fa ba santse ba di tshwere mme ba tla a di rolela morafe wa Palapye le setshaba kakaretso fa di wela. E ne e rile mo mafokong a kamogelo mothusa kgosi wa Palapye, Rre Masego Olebile a supa fa temo e simologile jalo a kopa barui go ntsha dikgomo tsa bone mo magoleng go fokotsa dikgang tsa ngwaga le ngwaga tsa go senyediwa dijwalo ke leruo. Fa a ntsha malebo, modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye e bile ele mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe le makhanselara ele go dira bojotlhe go tlhabolola dikgaolwana tsa bone. O tsweletse a re o tlhaloganya gore ga se ditshutiso tsotlhe tse di amogelweng kwa khanseleng mme e bile tse di amogetsweng ga di tle go dirwa ka ponyo ya leitlho ka gonne tsamaiso e tshwanetswe go salwa morago. O lebogile dikgothatso le dikgakololo tsa morafe a re seo ke ditshegofatso go utlwa batsadi ba laya bana ba bone mme a bolela fa Palapye a gola ka bofefo mo ditlhabololong ka jalo a tlhoka ditlhaloganyo le maoto a a bofefo. politics 7 Monana o inosa metsi ka tshilo Le fa ntswa puso e leka go inola banana ba lefatshe leno mo manokonokong a letlhoko la ditiro, bangwe ba itshetse moriti o tsididi fela mme bangwe jaaka Rre Keene Puku wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhanoba inaakantse le mananeo ao. Mo potsolotsong bosheng, Rre Puku o tlhalositse fa lenaneo la banana le mo tsile matshidiso ka P98 806.00 go bula kgwebo ya tshilo kwa kwa Zwenshambe. A re o tsene mo kgwebong e ka maikaelelo a go thusa ba gaabo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka ba supile fa ba na le lerato le legolo mo temong. Rre Puku a re o butse madirelo a Chedza Milling Enterprises monongwaga ka Motsheganong a sila thobo ka go farologana e akaretsa mabele, mmidi le lebelebele mme o thusa balemi ba metse ya Zwenshambe, Moroka, Mapoka, Nlapkhwane, Gungwe, Mbalambi le Masunga. Go ya ka Rre Puku, se se pharologano ka kgwebo ya gagwe ke gore o phuthela dijo tse a di silang mo madirelong a gagwe a bo a di rekisa. Mo nakong eno, o tlhalositse fa a santse a kgaratlha ka go rekisa mo mebileng mme o bolela fa a le mo dipuisanong le mabenkele a magolo go ka isa dithoto tsa gagwe teng. A re ka madi a a filweng ke ba ofisi ya banana, o kgonne go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang mme tse dingwe di tshwana le go gokela motlakase mo madirelong o di dirile ka lemme le le tswang mo pateng ya gagwe. O boletse fa kgwebo e se maswe mo go kalo ka a kgona go dira P500 letsatsi ka go sila, P300 ka go rekisa dijo tse a di phuthetseng mme ka kgwedi a kgona go dira P12 000. E rile a latedisa ka loeto la botshelo jwa gagwe, Rre Puku a tlhalosa fa morago ga go direla kompone ya Curry Pot kwa Gaborone ka lobaka a bona go tshwanela go tla go thusa ba gaabo. O supile fa a ikaeletse go tshegetsa kgwebo ya gagwe le fa a ka ralala diemo tse di thata ka a itse fa mo kgwebong go se kitla go tlhokega makgwere ape. Ntle le dikgoreletsi, Rre Puku o tlhalositse fa monongwaga a tla dika a jele mogopo o tletse ka balemi ba bone thobo e namagadi. O kgothaditse banana botlhe ba ba sa berekeng go emela matshelo a bone ka dinao go nale go emela puso go ba akanyetsa. O ba rotloeditse go tsenelela dikgwebo tse di farologaneng go nale go inaakanya fela le ya thuo ya dihutshane. O tlhalositse fa banana e le batho ba ba sa rateng go ithuta mo go ba bangwe ka ba le ditlhong e bile ba sena kgatlhego ya go itirela bontle mo botshelong. O kopile madirelo ka go farologana go rotloetsa dikgwebo tsa bone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Baapei ba borotho ba a aloga Baithuti ba le masome mabedi ba sa tswa go aloga mo dithutong tsa go apaya borotho kwa Ramotswa ka lenaneo la nyeletso lehuma. Dithuto tse di ne di rulagantswe ke ofisi ya boipelego. Erile mokhanselara yo o tlhophilweng ke tona, Mme Boitumelo Khubilo a ema dialogane ka lefoko mo moletlong wa kaloso, a bolela fa lenaneo le, e le mogopolo o o duleng ka Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka maikaelelo a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo. Mokhanselara Khubilo o boletse fa lehuma e le selo se se ka sekeng sa fela mme le ka fokotsega fa Batswana ba ka tsenya marapo dinameng. O rotloeditse dialogane tseo go ikopanya, ba itirele maapeelo a borotho ba seka ba re ba ikemela ka nosi ka go ka ba ketefalela. O ba gakolotse gore fa ba ikopantse, ba ka tswa ka megopolo e e farologanyeng e e ka ba isang golo gongwe. Mme Khubile o akgotse banka ya Barclays go bo e thusitse mo dithutong tseo ka go reka didirisiwa tse a reng di tlaa solegela ba le bantsi molemo isago. E ne ya re mongwe wa dialogane, Mme Banyanabotlhe Ramaretlwa a ntsha la gagwe, a leboga tiro e ntle e ba boipelego ba e dirang go tlhabolola matshelo a bone. O boletse fa ene a ne a itlhobogile mo botshelong a akanya gore ga a na mosola, mme ka thuso ya ba boipelego o kgonne go lemoga bokgoni jwa gagwe. Mme Ramaretlwa a re o ne a sa lemoga gore le ene o na le bokgoni jwa go apaya borotho jo bo tshwanang le jo bo rekisiwang mo mabentleleng, mme o lemogile bokgoni jwa gagwe mo malatsing a mararo fela society 9 Dirisang talente go itshetsa Batswana ba gakolotswe go dirisa talente ya go dira ka diatla go itshetsa. Se se builwe kwa ditshupong tsa ditiro tsa diatla tse di neng di rulagantswe ke lephata la boipelego le tlhabololo matshelo a batho la khansele ya Bokone Botlhaba kwa Sekakangwe Phukwi a le masome mabedi le bone. Dibui di ne tsa gwetlha ba ba nang le ditalente go di ribolola le go di dirisa ka di ka ba thusa go itshetsa. Badiragatsi ba ba neng ba supa dithoto tsa bone ba ne ba akaretsa ba ba betlang, ba ba bopang dinkgwana le ba ba rokang diaparo le ditlatlana gareng ga tse dingwe. Sebui sa tlotla kwa ditshupong tseo, Rre Never Mogapi, o ne a supa fa go dira ka diatla e le bontlha bongwe jwa ngwao e Batswana ba tswang goo-lowe ka yone. Rre Mogapi o ne a gwetlha ba-tsena ditshupo go kwatabolotsa sengwe mo disupiweng, ba remeletse thata mo go tsa ngwao, a re seo se ka thusa gore ngwao e seka ya nyelela. A re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya fa lefatshe le agiwa ke setshaba sa lone, ka go tshegetsa ngwao e e akaretsang go dira ka diatla. Rre Mogapi a re go mo maruding a bone go netefatsa gore tse ba di amuleng kwa ditshupong tseo ba di tsaya ka tlhwaafalo, gape ba seka ba letlelela ngwao ya bone go ba tswa ka phatlha tsa menwana. O ne a ba gakolola go inaakanya le diofisi ka go farologana, go kopa dikgakololo tebang le tse ba ka di dirang go itshetsa. Mme Tshebo Chakalisa o ne a tlhalosa fa maikaelelo a ditshupo e ne e le go kopanya badiragatsi go tla go amogana botsipa go thusa go tokafatsa ditiro tse ba di dirang, go supa ditalente le dikitso tsa bone le go ipapatsa. Modulasetilo wa komiti ya botsogo le tlhabolola matshelo a batho ya khansele ya Bokone Botlhaba gape e le mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Baziili le ene o ne a supa botlhokwa jwa bodiragatsi, a re bo thusa batho go ribolola ditalente tse ba ka tlhabololang matshelo a bone ka tsone. Le fa gontse jalo, Rre Badziili o ne a supa tlhobaelo ya go bo batho ba sa tsenye mowa wa lerato mo go sepe se ba se dirang, a supa fa e bile go ngomola pelo gore e re bangwe ba sena go thusiwa ka madi go godisa tse ba di dirang, ba bo ba a dirisetsa di sele. Bangwe ba badiragatsi ebong bomme Milidzani Sengaali, yo o bopang dinkgwana le Deliwe Ntema yo o dirang dibaga, ba ne ba supa fa bodiragatsi bo ba tlodiswa melatswana. Ba tlhalositse fa lorato le ba nang le lone mo ditirong tsa bone e le lone le ba thusang gore ba gatele pele. Mme Ntema o ne a gakolola banana go se ipone tsapa go inaakanya le go dira ka diatla. economy_business_and_finance 3 Mosetho o kopa kemo nokeng ya Batswana Fa a bua mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Mme Mosetho o supile fa kgwebo eo ya bone e ba e simolotseng ngogola morago ga go bona dithuso mo pusong ka madi a a kanang ka P285 000 ka fa tlase ga lenaneo la Gender affairs, kgwebo e a e tshwaraganetseng le Rre Kelemogile Keoitsile le mme Ketshephang Sanga. Mme Mosetho o supile fa a itemogetse gore gantsi dikgwebo tsa Batswana di phutlhama ka ntlha ya gore ga ba na kemo nokeng. “Dikompone tse dintsi mo Maun di santse di reka dikerese kwa Afrika Borwa selo se se re bayang ka fa mosing thata’’ga bua Mme Mosetho. A re toropo e tshwana le Maun e e dikaganyeditsweng ke diotele tse di tlhokang dikerese ba a tle ba nne le ditiragalo tse di haphegileng mme ba ba reka kwa mafatsheng a sele, selo se a reng se ba nyemisa marapo fela thata. A re le fa kgwebo eo ya bone e ba tlodisitse molapo ga ba itumelele kemo nokeng e ba e bonang mo Batswaneng, selo se a reng se ba bosetsa kwa morago. A re Batswana ba santse ba na le tumelo ya gore didirisiwa tsa mafatshe a sele ke tsone tse di nang le boleng jo bo ko godimo, a reng Batswana ba tshwanetse ba fetola tumelo eo mme ba lemoge fa Batswana ba setse ba gatetse pele ba dira dilo tse di boleng jo bo ko godimo fela thata tse di ka phadisanyang le tsa mafatshe a sele. O tlhalositse fa ba ikaelela go gatela pele le fa ba sa itumelele kemo nokeng ya Batswana, a kaya fa kgwebo eo ya bone e fetotse matshelo a bone fela thata ka jaanong ba kgona go duelela bana kwa sekolong le go ba rekela paka ya sekolo. “Batswana ba tshwanetse ba rutuntshiwa gore dikerese tse di dirwang monogae di nale boleng fela thata jaaka tsa mafatshe a mangwe,jaaka re bona ditlatlana tsa mo Botswana tse di phaphaselang lefatshe ka bophara”, ga tlhalosa Mme Mosetho Mme Mosetho o supile fa go sena dikompone dipe tse di rekang dikerese mo go bone, a re ba setse ba rekisetsa batho ka bongwe ka bongwe, a kaya fa kerese e le nngwe e reka P2.50 fa tse dihaphegileng ebile di na le mebala ba di rekisa P3.00. A re mogopolo oo wa go dira dikerese o ne wa galalediwa thata ke ba Gender affairs ba ba neng ba ka ya fa kgwebo ya go nna jalo e sa tlala thata mo motseng wa Maun. “Re leka ka bojotlhe go tila dikgang tse gantsi di felelang di dira gore dikgwebo di phutlhame ka go nna re nna le bokopano beke le beke gore ope yo o nang le mathata re kgone go a lwantsha re le mmogo”, ga bua Mme Mosetho. Mme Mosetho o ne a akgola lenaneo leo fela thata a ka ya fa le ba tlodisitse molapo, a re tumelo ya bogologolo ya gore borre ke bone ba bapalelang malwapa fa bomme e le basalagae fela e fetogile a re lenaneo leo le fa bo mme seriti sa gore le bone ba bapalele ba malwapa a bone. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a tshwere banna ka madi a maitirelo Mapodisi a Kanye a tshegeditse banna ba le babedi ba kgotla ya Sebego kwa Kanye ka molato wa go fitlhelwa ka madi a maitirelo a dipampiri a P12 800. Go ya ka ramapodisi a Kanye, Superintendent Kealositse Konyana o boletse fa babelaelwa ba ntse ba dirisa madi ao a maitirelo mo go rekeng mo dimausung le marekisetso mangwe mo Kanye. O boletse fa go lemogilwe kwa dibankeng fa bagwebi bangwe ba ne ba re ba isa madi teng mme ga lemogiwa fa mangwe e le a maitirelo. Rre Konyana o boletse fa banna bao ba ne ba dirisa computara, laptop, CPU, memory stick go dira madi ao. O boletse fa ba isitse dilo tseo tsotlhe le madi ao ko go ba boitsayanape go di seka seka le go tlhatlhoba. O boletse fa molato wa teng fa motho a o bonwe, molato o sa fete dingwaga tse di supang mo kgolegelong. O kopile bagwebi go nna podimatseba mo mading. Mo dikgannyeng tse dingwe lekgotla la ga mmakaseterata la Kanye le satswa go begelwa fa ba bosekisi ba baakanya dipampiri tsa ga Thapelo Mabeo go ya go sekela ko High Court mo molatong wa gore ngogola a bolaye mmaagwe ngwana wa gagwe ka go mo kgaola kgokgotsho ko kgotleng ya Mafikana mo Kanye. Mo go e nngwe lekgotla le ne la lebisa Rre Kabo Tlotleng (36) melato e le supa, mo go yone e le thataro ke ya go leka go bolaya batho bale barataro, fa o mongwe e le wa go tshuba ntlo le dithoto ko kgotleng ya Mahikana mo Kanye, kgang ya teng le yone e tla isiwa ko High Court. Fa mo kgannye e nngwe Rre Ketshephileone Mabe (31) mo Kanye a tla emela tsheko ko ntle morago ga go itshupa ko kgotla tshekelong ka molato wa go tlhaba monna mongwe ka thipa mo mahatlheng le mo lebogong ka bofelo ja beke. Go bolelwa fa mongongoregi a santse a robaditswe ko sepateleng sa Sabata mo kanye, mmelaelwa o tla ithipota ko mapodising gangwe mo beke fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Trust e abela bana ba sekole Mokgatlho wa Dignity Trust Foundation o abetse bana ba sekole se segolwane sa Boikhutso mesangwana ya basetsanyana e le makgolo a mararo. Mogokgo wa Boikhutso Mme Maria Nkganga o lebogetse mpho eo, a re e tlaa thusa ka bana ba sekole ba tshabelelwa ke go lofa ka malatsi a ba tsenang mo setswalong ka one, ka mabaka a go tlhoka mesangwana. A re bana ba tlaa nna le seriti e bile ba tlaa tswelela ka dithuto sentle go sena se se ba kgoreletsang. Mogolwane wa mokgatlho wa Dignity Trust Foundation Mme Mokgadi Nteta o ne a supa fa Dignity Foundation e kwadisitswe ka fa molaong ka 2013 mme e setse e abetse dikole di le some. O supile fa ba tlaa tswelela ba tshwaragane le sekole sa Boikhutso go thusa bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mme ba tlhoka go nna ba engwa nokeng fa go kgonagalang teng. Mme Nteta o gwetlhile basetsana ba Boikhutso go tsaya boikarabelo jwa go dirisa mesangwana ka fa go tshwanetseng le go bona gore e e dirisitsweng di latlhwa ka tsela e e ka sekang ya kgotlela tikologo. O ba rotloeditse go thusana, bogolo jang ka nako ya ba tsena mo setswalong, A re se, se tlaa ba tiisa le go ba ruta gore e tsoge e nna bomme ba ba nang le boikarabelo. E rile a bua mo boemong jwa basetsana Taffinah Motanzi o ne a leboga Dignity Trust Foundation go bo e bone go le maleba go ba abela dimpho.. Mme Motanzi o rotloeditse basetsana ka ene go itshepha le go nna le tumelo mo go se ba eletsang go nna sone mo botshelong, a supa fa e le bone bomme ba kamoso. Kwa bofelong moemedi go tswa kwa ofising ya thuto mo Selebi Phikwe Rre Kenneth Mogapi o supile fa mo ngwageng bana ba basetsana ba tsaya malatsi a le masome matlhano ba sa ye sekoleng ka mabaka a a farologaneng mme gantsi e le one mabaka a letlhoko. Rre Mogapi o ne a gwetlha dikhamphani tse dingwe go ititaya ka thupa go thusa fa go lebegang go na le letlhoko teng. BOKHUTLO education 4 Go tlhaela ga metsi go tsentse banni tsebetsebe Go tlhaela ga metsi kwa Shoshong go pateleditse banni bangwe ba motse oo ba ba nang le dikoloi gammogo le ba ba dirisang dikolotsana tsa ditonki go latela metsi kwa motsing wa Ikongwe fa bangwe ba simolotse go reka metsi P5 emere mo Sedibeng sa ga Rre Shaw. Kgosi Felix Kgamane le modiri wa lekgotlana la kabo ditsha la Shoshong Mme Caroline Mokotedi gammogo le mooki wa kokelwana ya motse oo Mme Gofetamang Magapa ba boleletse ba BOPA mo potsolotsong fa ba na le sebaka sa dibeke tse pedi ba ntse ba sena metsi mo Shoshong. Ba re letlhoko la metsi le ba tsentse tsebetsebe ka jaana ba sa kgone go tlhapa sentle e bile ba sa kgone go dirisa matlwana a boitiketso a metsi mo e bileng batho bangwe ba ba senang matlwana a boitiketso a a sa diriseng metsi ba patelesega go dirisa sekgwa mo ba bolelang fa e le go kgotlela tikologo. Lefa seemo sa tlhaelo ya metsi se bifetse pele kwa Shoshong, megokgo ya dikole tsa metse eo jaaka sa Shoshong Senior Secondary, Mahutagane Junior Secondary le se sebotlana sa Shoshong ba tlhalositse fa ba koporase ya metsi ya Water Utilities ba isetsa dikole tsa bone metsi ka dikoloi, mme ba bolela fa mathata e le dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti. Kgosi Kgamane le Mme Mokotedi gammogo le Mme Magapa ba boletse fa letlhoko la metsi le kgoreletsa ditiro tsa mmuso ka jaana babereki go sena kwa ba yang teng fa ba batla go dirisa mantlwana a boitiketso e bile ba bolela fa morafe mo motseng o simolotse go utswa metsi kwa matlong a baoki ka jaana ba tsenyeditswe ditanka tsa dijojo mo matlong a bone. Mogokgo wa sekole sa Shoshong Senior Secondary Rre George Mbeha o rile lefa ba isetswa metsi ka dikoloi sebe sa phiri sekole sa gagwe se dirisa metsi a mantsi ka jaana se na le baithuti ba le 1 200, mme mo go bone ba le 1000 e le ba ba nnang mo sekoleng. Lefa maiteko a go ikgolaganya le ba koporase ya Water Utilities mabapi le seemo sa metsi kwa Shoshong a retetse ntateng ya gore megala ya bone e ne e sa arabiwe, Kgosi Kgamane o tlhalositse fa badiri ba koporase eo ba ba boleletse fa mathata a bakilwe ke go thubega ga diphaephe tse di nosang motse wa Shoshong. Bokhutlo society 9 Komiti e kopa borre go fetola maitsholo Modulasetilo wa komiti ya borre ya Tonota Men Sector, Rre Kago Sephobe a re nako e gorogile ya gore borre ba fetole maitsholo a bone mme ba nne le boikarabelo mo botsogong jwa bone. Rre Sephobe o buile jaana kwa pitsong ya borre e e neng e rulagantswe ke ba Tonota Men Sector kwa kgotleng ya Tonota bosheng. A re go lemotshegile fa borre ba le maoto a tshupa fa go tla mo go tseyeng boikarabelo mo botsogong jwa bone. O boletse fa bangwe ba borre ba na le tumelo ya gore go ya kokelong fa ba utlwa botlhoko bope fela mo mebeleng go supa fa e se banna ba sepe. A re borre bao ba felela ba ya kokelong bolwetse bo setse bo keketse gongwe e bile bo sa tlhole bo laolesega. O tlhalositse fa borre ba diega go ya dikokelong fa ba lwala e bile ba itlhatlhobela malwetse a tshwana le sukiri, kgotlholo e tona, madi a matona le HIV ka boutsana. A re go tlhoka go itlhatlhobela malwetse le go diega go tsaya kalafi ga borre go ka ba baya ka fa mosing mo bangwe ba felelang ba tlhokafala. O supile matshwenyego ka borre ba ba dirisang maduo a HIV a bakapelo ba bone gore ke a bone, a kaya fa e le phoso e kgolo ka maduo a baratani a kgona go farologana. Rre Sephobe a re borre bangwe ba kopanya dipilisi tsa di ARV le bojalwa kgotsa motsoko, mme a re go dira jalo go kotsi ka dipilisi tseo di ka seke di tlhole di bereka. O ne a kopa borre go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo le go lebagana le mokapelo a le mongwe fela go itshireletsa mo mogareng wa HIV. A re malwetse a mangwe a borre ba tshwanetseng go nna podimatseba ka one ke a kankere ya setha kgotsa ya kgetsi ya bonna, sukiri, madi a matona, kgotlholo e tona le malwetse a dikobo, ka jalo a ba kopa go itlhaganela go ya go itekodisa kwa kokelong fa ba itemogela dikai tsa malwetse a. O tlhalositse fa go itshidila mmele le go ja dijo tse di itekanetseng le gone go ka sireletsa borre mo malwetseng. O buile fa dijo di tshwana le mafura a mantsi le letswai le lentsi di le borai mo botsogong jwa motho, mme a gakolola borre go ja merogo le maungo a mantsi gore ba kgone go itekanela mo mmeleng le go sireletsega mo malwetseng. A re tiriso botlhaswa ya nnotagi kgotsa motsoko le yone e ka ama botsogo jwa borre ka e ka ba biletsa malwetse a pelo, makgwafo gammogo le kankere ya legano. E rile fa a tlhalosa ka lekgotla la Men Sector, Rre Sephobe a kaya fa lekgotla le le tlhamilwe ka 2000 nako tse bolwetse jwa AIDS bo neng bo ganyaola batho ka mmetela mo lefatsheng leno. A re mokgatlho o o tlhametswe borre go leka go ba rutuntsha ka botlhokwa jwa go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo, mme e bile mokgatlho o o setse o gasame le Botswana otlhe. O kopile borre go inaakanya le mokgatlho wa Men Sector ka o setse o thusitse borre ba le bantsi go fetola maitsholo a bone e bile mokgatlho o agile borre ba motia ba ba nang le boikarabelo. Mo go tse dingwe, Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o ne a supa matshwenyego ka go bo borre ba amega go feta bomme mo maitsholong a a makgasa jaaka go kgokgontsha bomme le bana, pheteletso ya nnotagi, dikotsi tsa tsela, dipetelelo le go tlhoka go tlhokomela bana. A re ke nako ya gore borre ba fetole maitsholo a bone ka e le ditlhogo tsa malwapa e bile tshireletsego ya bana le bomme e le mo maruding a bone. E ntse e le gone kwa pitsong eo ya borre, makalana a botsogo ka go farolagana a ne a tlhatlhobela borre mogare wa HIV, madi a matona le sukiri. health 6 Phepafatso tikologo boikarabelo jwa botlhe Banni ba Kgalagadi Borwa ba gakolotswe go phepafatsa tikologo ka go sela matlakala mo metseng le metsana ya bone ka nako tsotlhe. Metse e ne e iteisana borathana ka phepafatso tikologo le go supa didirisiwa tse ba somarelang matlakala ka tsone go a busetsa mo tirisong e le tsela nngwe ya go itshetsa kwa Maubelo bosheng. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mogolwane go tswa khanseleng potlana ya Tsabong, Rre Isaac Mphafe o ne a tlhalosa fa e le go itshekatsheka ga banni ba kgaolo eo ka fa ba somarelang matlakala ka teng go itsa go gasama ga one ka seo se ka tsenya lotuo malwetse. Rre Mphafe o ne a supa fa go phepafatsa tikologo ka go sela matlakala go tshwanetse ga simologa kwa malwapeng le mo metseng e ba nnang mo go yone le gone go tlhomamisa gore ba a kokoanya ka fa go babalesegileng ka teng go fitlhelela a goroga kwa mabolokelong a one. A re gape ke go rotloetsa metse e e mo kgaolong eo go tswelela ba dira ka natla ka go ba tiisa moko ka go ba abela dimpho le ditlankana le gone go ba ruta tsela ya go boloka matlakala go a busetsa mo tirisong ka mokgwa wa go ba tlhamela ditiro tse ba itshetsang ka tsone. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, mogolwane go tswa kwa komponing ya De Beers Holdings Botswana, Mme Tsholofelo Malatji o boletse fa letsatsi la phepafatso tikologo le simolotswe go tshwarwa mono ka 1993 e le tsela nngwe ya go rotloetsa setshaba go babalela matlakala. Mme Malatji a re mongwe le mongwe ka bongwe o tshwanetse go nna le seabe mo pabalesegong ya matlakala mo tikologong e a tshelelang mo go yone. O boletse fa puso e rotloetsa setshaba go sela matlakala mme e le tsela nngwe ya go tlhabolola matshelo a bone ka go ba tlhamela ditiro tsa nakwana tse di fapaanelwang. A re banni mo metseng ka go farologana mo kgaolong eo ba thapiwa ke khansele go sela matlakala ba dirisa dikotsekara le baithaopi ba ba atswiwang ba ba tlhokomelang le go gakolola ka fa matlakala a tshwarwang le go bolokwa ka teng mo malwapeng, mo dikoleng le mo motseng. BOKHUTLO environment 5 Go sireletsa diteemane boikarabelo jwa botlhe Mookamedi wa moepo wa Jwaneng Rre Albert Milton o kopile makalana ka go farologana go nna le seabe mo go lwantsheng bogodu jwa diteemane. A re tlhwatlhwa ya diteemane mo matshelong a Batswana le mo go tlhabololeng lefatshe leno ke e kgolo, ka jalo ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go lwantsha bogodu jwa tsone. E rile a bua kwa tsosolosong semmuso ya setlhopha se se rutuntshang ka botlhokwa jwa diteemane gammogo le go di sireletsa sa Diamond Control and Awareness Team (DCAT) bosheng, Rre Milton a kopa batsayakarolo go sireletsa diteemane ka botswapelo gore di tswelele di tlhabolola lefatshe la Botswana jaaka di ntse di dira mo dingwageng tse di fetileng. A re tlhwatlhwa ya diteemane mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana ke e kgolo e bile di na le seabe se segolo mo go tsiseng madi a mafatshe a sele mono gae. O boletse fa boikarabelo jwa go sireletsa diteemane e se jwa babereki ba meepo ya Debswana fela, mme ele jwa Motswana mongwe le mongwe. A re ere ntswa moepo wa Jwaneng, le yone Debswana ka kakaretso, di itlamile go rutuntsha setshaba ka mananeo a tshwana le bo DCAT, go botlhokwa gore batsayakarolo ba bangwe ba tsenye letsogo. A re tshwaragano ya batsayakarolo ke selo se se botlhokwa se se ka ba kgontshang go lwantsha bogodu jwa diteemane. O tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke gore teemane ke letlapa le lennye le le utswegang motlhofo e bile go le thata go lemoga fa le utswilwe. Rre Milton o tlhalositse fa bogodu jwa diteemane bo golela pele lefatshe ka bophara, mme ebile meepo ya Debswana le yone e amiwa ke bogodu joo. A re se ke kgwetlho gore go nne le mananeo a a nitameng a a ka thatafaletsang magodu a diteemane tiro. O kopile badiri ba moepo wa Jwaneng le setshaba ka kakaretso go itlama go sireletsa diteemane ka go nna maloko a DCAT le gone go nna babueledi ba yone gongwe le gongwe fa ba leng teng. A re se se ka thusa moepo oo go lwantsha bogodu jwa diteemane motlhofo. Le fa go ntse jalo, Rre Milton o ne a lebogela seabe sa maphata a farologanyeng, a akaretsa bogogi jwa toropo, ba sepodise ga mmogo le lephata la twantsho borukutlhi la DCEC mo go lwantsheng bogosu jwa diteemane. O tlhagisisitse fa mongwe le mongwe yo o batlang go bega dikgang tsa bogodu jwa diteemane a ka leletsa mogala wa mahala wa 0800 600 333 kana a begela mapodise ape fela a a gaufi mo Botswana. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kwante o bolokilwe a se mmogo Rre Ramaijane Kwante, yo phitlho ya gagwe e neng ya tlosolosiwa kgwedi e e fetileng morago ga gore go lemogiwe fa mmele wa gagwe o se mmogo, jaanong o bolokilwe. Rre Kwante wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano wa kgotla ya Mmaokhana kwa Chadibe, o bolokilwe kgwedi eno e robabongwe morago ga ditumelano magareng ga ba lelwapa la gagwe le sepodisi. Motswharelela mogolwane wa sepodisi sa Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, a re lefa moswi a bolokilwe mmele wa gagwe o se mmogo, mapodisi a tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona gore leoto la gagwe le ka tswa le kgaotswe kana le tserwe ke mang ka jaana a tlhokafetse dirwe tsa gagwe di le mmogo. Rre Kwante o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le boraro kwa lwapeng la gagwe kwa Chadibe, mme morago a isiwa kwa kokelong ya Sefhare ka lone letsatsi leo kwa e rileng a goroga teng dingaka tsa thomamisa fa e le boammaaruri a thokafetse. Ka lone letsatsi leo, moswi o ne a tsewa ke ba setsidifatsi sa Lyns mo Mahalapye mmele wa gagwe o ntse o le mmogo. Kgaruru ya gore moswi a seka a bolokwa kgwedi e fetileng e le masome a mararo le motso e tsositswe ke ba losika le badiri ba mmoshara wa Roscla kwa Sefhare ba ba neng ba lemoga fa leoto la gagwe la moja le seo fa ba ne ba mo tsenya mo setsidifatsing kwa Sefhare. E re ntswa Superintendent Badisang a tlhalositse gore ditlhotlhomiso di supa fa leoto la monna yoo le lokololetswe mo lengoleng, mo nakong ya gompieno ga gona ope yo o ikemisetsang go rwala boikarabelo mabapi le go utswiwa ga leoto leo. society 9 Lenaneo le diretswe go thusa batho - Markus Ba-na-le bogole mo Kanye ba tlaa ipelela letsatsi la bone kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Moanamisa mafoko wa mokgatlho wa ba-na-le bogole wa Gamaila, Rre Mpho Kumako, a re moono mogolo wa letsatsi leo ke go lemoga mo-na-le bogole mongwe le mongwe lefatshe ka bophara. Rre Kumako a re ba tlaa ipelela letsatsi la bone ka fa tlase ga setlhogo se se reng Mo-na-le Bogole o Tshwanetse a Akarediwa mo Ditirong tsa Malatsi Otlhe. O kaile fa ba bone go tshwanela gore e le ba-na-le bogole ba Kanye ba ithulaganyetse moletlo wa go ipelela letsatsi la bone, pele ga la mafatshefatshe. O ne a supa fa seo se ba fa monyetla wa go itsane botoka le go arogana maele ka tse di ba tshwenyang. A re bangwe ba ba tlaa tsenang moletlo oo ke Rre Ontiretse Maidi yo o itsegeng ka leina la Screamer mo Radio Botswana. O tlhalositse fa Rre Maidi e tlaabo e le ene sebui sa tlotla, go tla go ba fa lefoko la kgothatso ebile e le la tsholofeelo gore ba ka kgona jang go tshela ka bogole. Rre Kumako o ne a tlhalosa fa mongwe wa dibui gape e le Rre Makgekgenene Kwape, yo le ene a tshelang ka bogole yo o tlaa ba rutang ka melawana ya puso e e leng gore ba ka e nwa moro. E re ka e tlaa bo e le letsatsi la go ipelela bo-na-le bogole, komiti e e rulaganyetsang moletlo oo e ne ya bona go tshwanela gore ba-tsaya karolo botlhe mo letsatsing le e nne ba-na-le bogole, seo e le tsela nngwe ya go leka go lemoga bokgoni jwa bone. O tlhalositse fa ba abetse ba-na- le bogole ba ba mo dikgwebong ditendara tse di amanang le letsatsi leo gore ba tle ba kgone go itshetsa ba bo ba godise dikgwebo tsa bone ka lemme le ba tlaa atswiwang ka lone. Rre Kumako a re letsatsi le le tlaa bo le ipelelwa ke ba-na-le bogole kana baemedi ba bone go tswa mo mafelong a a farologaneng jaaka Selokolela, Gasita,Lorolwane,Moshana, Lotlhakane East le metse e e mabapi. O kaile fa moletlo o wa go ipelela letsatsi la ba-na-le bogole ba o tshwara ngwaga le ngwaga Ngwanatsele a le masome mabedi le bone, mme monongwaga ba le sutiseditse kwa go Ngwanatsele a tlhola masome a mabedi le bosupa ka mabaka mangwe. Rre Kumako a re go tlaa bo go na le disupiwa tsa ba-na-le bogole ba ba mo dikgwebong, mme ba ba ikgapetseng maemo a ntlha go tsena ka a boraro ba tlaa atswiwa ka dimpho, a tlatsa ka go re ba tlaa bo ba kgaogantswe ga bebedi go na le bomme le borre ba phadisana ka bong. E re le fa ba gatetse pele ka dipaakanyo tsa letsatsi le, Rre Kumako o ne a tlhalosa fa ba aparetswe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka batoloki ba ba-tlhoka puo, mo go feletsang go dira gore ba seka ba utlwana kana ba seka ba tlhaloganya dintlha tse di bewang pele kwa bokopanong jwa bone. A re kgwetlho e nngwe e ba kopanang nayo ke letlhoko la dikoloi, ka le ba ngotlela go dira ditiro dingwe tsa mokgatlho. Fa a wetsa, Rre Kumako a re go tshela ka bogole ga se phelelo ya botshelo, ka jalo o kgothatsa ba-na-le bogole ka ene gore ba seka ba ineela ka ba ka dira go gaisa ba ba senang bogole. O ne gape a rotloetsa ba-na-le bogole gore ba seka ba ineela ka fa ba ka dira jalo, ba tlaa bo ba neela bogole sebaka sa gore bo ba gatelele. BOKHUTLO society 9 Ga ba a naya tshwene marapo Banni bangwe ba Chanoga ba tlhamile setlhopha sa motshelo se se eteletsweng pele ke bomme ba le barataro le rre a le mongwe. Mo potsolotsong bosheng, mongwe wa maloko a motshelo oo, Mme Kgaogano Samotshozo o tlhalositse fa e rile ka ngwaga wa 2014, ba bona fa go nna le bonno jo bo siameng e le konokono mo matshelong a bone. A re ba ne ba kopanya ditlhogo e le badiri ba twantsho borukutlhi go bona ka fa ba ka ikagelang ka teng gammogo le go imolola puso mo go ba ageleng matlo. Mme Samotshozo a re ba ne ba dumalana go ntsha lekgolo le dipula di le masome a matlhano kgwedi le kgwedi mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, Mme Samotshozo o tlhalositse fa madi ao a dirisiwa go reka dikgetsi tsa semente tse ba dirang ditena ka tsone. O tsweletse gape a tlhalosa fa ba tlala ka monyenyo fa ba tsena kwa metseng ya bone ba bona ditena tse di tlaa fetolang matshelo a bone, gammogo le gone go ba fa seriti ka ba tlaa bo ba na le matlo a sennela ruri. Mme Samotshozo o boletse gape fa ba ikokoanyetsa dipula tse di masome a mabedi go rekelana dilwana tsa mo ntlong. A re le tsone di ba tsholeditse fela thata ka ba ne ba sa kgone go ithekela dilwana tsa mofuta oo ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, Mme Samotshozo a re le fa ba sa simolola go aga matlo a bone, ba malwapa a bone gammogo le bana ba bone ba itumelela gore ba tlaa tshela botoka mo bonnong jo bo kgatlhisang. A re bonno le jone bo tsaya karolo e tona mo go ageng ngwana gammogo le thuto ya ngwana, mme a re motshelo o wa bone o ba tlodisitse dinokana di tletse e bile o ba thusa thata go fema dikoloto kwa go bo machonisa le kwa dibankeng ka ba dirisa madi a bone a motshelo. O tsweletse ka go bolela fa ba ikaeletse go tswelela ka moono wa bone go fitlha ba itsenyetsa ditlamelo tsotlhe jaaka metsi le motlakase. Le fa go ntse jalo, Mme Samotshozo a re matshwenyego a ba kopanang le one ke a go sa tsisa madi ka nako ga bangwe mme a re seo ga se ba kgobe marapo mme ba ikaeletse go tswelela ba itlhabolola. Mme Samotshozo o gakolotse bana Batswana ka kakaretso go dirisa sentle madi ao mme o gakolotse batho gore le fa ba berekela madi a mannye, ba leke ka bojotlhe go a dirisa mo ditirong tse di maleba. society 9 Botlhoka tsebe jwa banana mo Molepolole bo ile magoletsa Botlhoka tsebe jwa banana mo Molepolole go kaiwa e le jone bo gogang kwa tlhogong kgolo ya ditiro tsa borukutlhi. Matshwenyego a, a ntshitswe mo tirong ya go tsibosa le go lekodisa morafe ka seemo sa borukutlhi mo Molepolole, kwa bofelong jwa mogwanto o o neng o rulagantswe ke mapodisi. Thulaganyo e, e gwetlhilwe ke matshwenyego a mapodisi ka kgolo ya borukutlhi jo bo rwelweng kwa tlhogong ke banana, jo go kaiwang bo fetotse Molepolole Sotoma le Gomora. Mookamedi wa mapodisi a Molepolole, Officer Commanding District Number 11, Senior Superintendent Modise Gabatshwane a re o ipotsa gore a motse wa Molepolole o tlaa thusa go nna tshaba e e nang le boikarabelo fa botsadi bo sa ntse bo ikgatholositse masula a go nna jalo. Rre Modise a re o ipotsa gore botsadi bo bokgakala bokae fa borukutli jo bo amang banana se tsweletse jaana. A re le fa mapodisi a ka tswa a dira maiteko, ga go sepe se ba ka se dirang fa tshwaragano e santse e tlhaela. Rre Gabatshwane a re ke boikarabelo jwa morafe go ikagela motse ba emise go supa mapodisi ka monwana. Mogolwane wa ba dikgolegelo mo Molepolole, Senior Superintendent Ookeditse Mpeu, a re kgolegelo ya Molepolole ke lengwe la makalana a angwang ke botlhokatsebe jwa banana. A re mangwe a masula a ba a itemogelang ke a basetsanyana ba ba okisang magolegwa a borre, ba ba direlang mo tshimong ya lekalana leo. Ntlha e nngwe e mogolwane yoo a e tlhagisitseng, ke ya go neela magolegwa ditagi fa ba ile kwa makgotleng a ditsheko, di tshwana le motokwane go tsena ka tsone mo kgolegelong, mo go felelang go baka dintwa le dipolaano tsa magolegwa. Rre Mpeu a re ditiragalo tse, di rotloediwa ke go tlhoka kgalemo ga botsadi ka go ipaya moriti o tsididi go ikgatholosa masula a bana. Ka jalo o rotloeditse botsadi go betla megopolo e e ka salwang morago go ya pele, go bona ka fa masula ao a ka tsibogelwang ka teng go busetsa serodumo sa Molepolole. Mmabontlenyane wa Miss Heritage, Mme Kgomotso Ntsima, yo e neng e le sebui sa tlotla, o ikuetse mo bananeng go fetola maitsholo go betla bokamoso jwa bone le go le re kagiso le thitibalo mo Mokwena. “Maiteko a ka tswelela a dirwa go lere bogakolodi ka ditsela tse di farologanyeng mme fa lona banana lo ikgethela go swabisa batsadi ba lona le one molao, lo tlaa roba se lo se jwetseng,” go bua jalo Mme Ntsima. Dipalo tse di neng tsa rolelwa morafe o o neng o thologetse tiro eo, di supa fa seemo sa borukutlhi mo motseng se befile, ka jalo ba kopa tshwaragano ya ba-na-le seabe go betla methale ya go lwantsha bo-tlhoka tsebe. crime_law_and_justice 1 Temo e e ile tlase kwa Borolong Balemi ba kgaolo ya Morolong ba gwetlhilwe go tlhwaafalela temo go ntsha dijo tse di ka jesang lefatshe ka bophara. Mafoko ao a builwe ke mogolwane wa lephata la dijwalo, Rre Thomas Mogome kwa letsatsing la balemi le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Metlojane. Rre Mogome a re kgaolo ya Morolong e ne e itsiwe ka temo bogologolo mme a re dipatlisiso di supa fa temo ya kgaolo eo e ile kwa tlase fela thata. O ne a supa fa go fetoga ga loapi go na le seabe se se tona mo kwelong tlase ya temo a tlhalosa fa mohero le one o di goga kwa pele mme a kopa balemi go inaakanya le balemisi gore ba neelane megopolo. Rre Mogome a re fa balemi ba ka tsaya dikgakololo tsa balemisi le gone go dirisa dipeo tse di tshwanetseng tse ba di fiwang ke puso temo e tlaa tokafala le ntswa pula e le boutsana mo lefatsheng leno. O tlhalositse fa dipeo tse puso e di neelang balemi di siametse dipaka tseno tsa pula e e boutsana. Godimo ga moo a re ke maiteko fela a mantle a puso mme a kopa balemi go dira jalo. A re fa balemi ba ka tlhoafalela temo puso e tlaa emisa go dirisa madi a mantsi go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno. O boletse fa jaanongmadi a a ka dirisiwa ditlhabololo mo lefatsheng leno. Rre Mogome o ne a kopa balemi go tlhokomela masimo a bone nako tsotlhe a tlatsa ka gore go ka ba thusa fela thata fa ba setse ba batla go lema. Fa a tswa la gagwe mookamedi wa lenaneo le le thusang tswelediso ya ditirelo tsa temo-thuo Mme Ikgopoleng Thamae o ne a tlhalosa fa lenaneo leo le itebagantse le balemi barui ba ba botlana. A re maikaelelo a lenaneo leo le a kaileng fa e le la ngwaga tse tlhano la tekeletso e le go nna le seabe mo go tswakanyeng itsholelo mo setshabeng, go nyeletsa lehuma mo dikgaolong, go ntsha dijo tse di lekaneng le gone go tokafatsa matshelo a batho kwa metseng ya magae. O ne a tlhalosa gape gore maikaelelo a bone gape ke go bona balemi bao ba tsaya temo jaaka kgwebo godimo ga moo a re le gone go ba rotloetsa go sa ikaege fela ka phokoletso ditlhotlhwa mo di dirisiweng tsa temo. Modulasetilo wa lekgotla la balemi Rre David Setuke o ne a tlhalosa fa ba tsweletse sentle a tlhalosa fa le molemisi wa bone a ba eme nokeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tirisano mmogo e botlhokwa Go dirisanya mmogo le go tsaya karolo ga setshaba le badirelapuso mo kgaolong ya Okavango go ka thusa go lwantsha mogare wa HIV/AIDS. Se se builwe ke batsaya-karolo mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Gumare ke badirelapuso go tswa mo metseng e e farologaneng ya Okavango bosheng. E rile a simolodisa bokopano joo, molaodi wa kgaolo, Rre Thabang Dikatlholo a tlhalosa gore go botlhokwa gore bagolwane ba thulanye ditlhogo go bona gore ba dira eng go lwantsha seemo sa mogare wa HIV mo kgaolong. O tlhalositse gore go botlhokwa gore kgaolo e nne le lenaneo le le tsepameng ngwaga le ngwaga go thusa setshaba le gone go ka ba thusa go bona gore ba kgonne eng ga ba a kgona eng. E rile a tlhalosa ka pego e e tswang kwa ofising e e gokgaganyang mananeo a mogare wa HIV/AIDS mo kgaolong, mothusa mogokaganyi gone kwa ofising eo, Rre Austin Motsamai a re dipalo tsa batho ba ba tlang go itlhatlhobela mogare di sa ntse di le kwa tlase. O tsweletse a re dipatlisiso tsa bone di supa fa bomme ba le bantsi go supega ba amilwe ke mogare o wa HIV/AIDS. Rre Motsamai o tlhalositse gore borre ba santse ba itlhatlhobela mogare ka dipalo tse di kwa tlase. Le fa go ntse jalo , Rre Motsamai a re, ba leka thata go oka borre go itlhatlhoba ka go dira mananeo a go tshwana le go tshameka kgwele ya dinao. E rile a ntsha la gagwe Kgosi Motemo Mbambo wa Shakawe, a kgothatsa bomme go dirisa seriti sa bone le mo go tsa tlhakanelo dikobo. O boletse gore o dumela fa ba ka kgona e seng fela ba neela borre boikarabelo mo tlhakanelong dikobo. O tlhalositse gore o dumela fa dipalo tsa mogare wa HIV/AIDS di ka ya kwa tlase. Barutabana go tswa kwa dikolong tse di farologaneng ba ne ba tlhalosa fa batsadi ba le bantsi ba ba lobele ka seemo sa bana ba ba tshelang ka mogare. Ba ile ba tlhalosa gore seemo se, se ka fetolwa ke gone go bereka mmogo le bomma-boipelego ka ba ka ba thusa ka dipalo tse bogolo jang bana ga ba ya kwa dikoleng tse di potlana. Bokopano jo gape bo kopile gore go simolodisiwe makgotla a motse a a kopantseng badirelapuso le batho ba motse. Motse wa Etsha 6 o ne o supa fa lekgotla le, le tsweletse sentle kwa go bone. Baoki le bone ba boletse fa go le botlhokwa gore batho ba itse seemo sa bone ,gore ba tle ba bone thuso e e lolameng nako e sa ntse e le teng. Ba re ba tshwentswe ke boimana jwa bana mo kgaolong e. Phuthego e,e ne ya dumalana gore go botlhokwa gore batsaya -karolo ba lomagane, ba thusane go fokotsang kanamo ya mogare. Bokhutlo health 6 Goya o kopa banni go tshepha BDP Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, o kopile Batswana go tswelela ka go tshepha Botswana Democratic Party (BDP). Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya mokhanselara wa kgaolwana ya Matolwane, Rre Goya o tlhalositse fa BDP e le boikanyego e bile e dirile go le gontsi fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso. A re phathi ya gagwe e batla Motswana mongwe le mongwe a nna le seriti, ka jalo Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o tsile ka lenaneo la go agela batlhoki matlo gore dikhamphani le Batswana ka kakaretso ba thuse puso go fa Batswana ba ba senang matlo seriti. A re ka nako ya fa lefatshe leno le tsaya boipuso, go ne go sena sepe, mme phathi ya BDP e eteletswe pele ke Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama, e ile ya tsisa ditlhabololo jaaka dikole, meepo, motlakase le metsi. O lebogetse banni ba Moremi le Lesenepole go ema nokeng mokhanselara wa bone, Rre Opelo Modimowaitse, makgetho a mararo e ntse e le mokhanselara. A re Rre Modimowaitse o kgonne go emelelana le dikgwetlho tsa kgaolwana ya Matolwane mme a dira sentle le banni ba kgaolwana ya gagwe ka boineelo, a re se, se supa fa ba na le tshepho mo phathing ya BDP. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele, o lebogetse Rre Modimowaitse go bo ba bereka sentle mo thomong e ba e filweng ke banni ba kgaolo eo. A re o leboga makhanselara a a tseneng mo ditlhophong tsa 2014, a re ba dira tiro ya bone ka botswerere e bile ba dirisanya sentle le ofisi ya mopalamente. O kgadile diphathi tsa kganetso go bo di tsweletse ka go kgala phathi e e busang, bogolo jang ka molao o o fetotsweng wa tsamaiso ya ditlhopho, o ka one go tlaa bong go dirisiwa mochine e seng dipampiri tse di tlhophang jaaka pele. A re sebe sa phiri ke gore mapalamente a kganetso a ile a tsaya mosepele wa go ya Namibia kwa mochine oo o dirisiwang teng, le kwa India kwa mochine oo o dirwang teng. A re morago ga maeto ao, ba ile ba supa fa ba itumelela mochine o mme morago ba fetola mafoko a bone ba kgala tiriso ya mochine. Fa a tswa la gagwe, Rre Modimowaitse o ne a leboga banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba ile ba mo ema nokeng mo dingwageng tse a ntseng e le mokhanselara wa bone. A re dilo tse a kgonneng go di direla kgaolwana ya gagwe ke ka ntlha ya tshepho le kemonokeng e a e fiwang ke banni ba kgaolo ya gagwe. politics 7 Kgokelo ya motlakase e a nametsa Kgaolo ya Bokone Botlhaba e tsweletse ka go dira sentle mo maitekong a go gokela motlakase mo dikagong tsa puso di akaretsa dikole, dikgotla le dikokelwana. Modulasetilo wa khansele eo, Rre City Kealotswe fa a simolodisa phuthego ya khansele mo Masunga bosheng o tlhalositse fa go solofetswe gore tiro ya go gokela motlakase kwa dikoleng tsa metse ya Matopi, Ditladi, Kgari, Tshesebe, Butale, Mabudzani, Kalakamati le Sekakangwe e bo e wetse fa Lwetse a ya fifing. O boletse fa matlo a baoki kwa metseng ya Butale le Mowana a setse a goketswe motlakase, mme a mabedi a metse ya Sechele le Botalaotse a santse a emetse tshekatsheko ya Botswana Power Corporation. Modulasetilo Rre Kealotswe o iteetse puso legofi go bo e tseetse kwa godimo thulaganyo ya kgokelo ya motlakase le ntshafatso ya dikago le ntswa e mekamekane le mokgweleo wa dikgwetlho tse di bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo. Go sale foo, Rre Kealotswe o tsibositse makhanselara ka tlhagogo ya bolwetse jwa Ebola kwa mafatsheng a a kwa borwa jwa Aferika a bo a gwetlha badiri ba lephata la botsogo go ema ka dinao go tlhaba setshaba podi-matseba ka bolwetse jo. A re go botlhokwa gore batho ba tlhaloganye segolo bogolo dikai tsa jone gore ba kgone go bo tsibogela ka bofefo fa bo ka tlhagoga mo lefatsheng leno. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kealotswe o tlhalositse gore go setse go isitswe baithaopi ba lenaneo la Tirelo Setshaba ba le makgolo a matlhano masome a robabobedi le bobedi kwa maphateng a a farologaneng mo kgaolong. O tlhalositse gore mme fa e sale lenaneo leo le simolodisiwa, baithaopi ba tswa mo go lone ka dipalo tse di kwa godimo, mo godimo ga moo dituelo tsa baithaopi di tla morago e bile maina a baithaopi bangwe o fitlhela a sa akarediwa mo thulaganyong ya go amogela dikatso. Go sale foo, o tlhaloseditse makhanselara fa ithutuntsho ya baithaopi ba lenaneo leo e rulaganyeditswe go tshwarwa pele kgwedi eno e wela go ba suga ka ditsamaiso tsa lenaneo leo. Fa a itebaganya le tshenyo ya diphologolo mo masimong, Rre Kealotswe o boletse fa monongwaga go sa nna le mathata ape a a kalo fa e se fela go senngwa ga terata le dijwalo mo masimong a mabedi kwa motseng wa Sekakangwe mme a supa fa balemi ba ba amegileng ba setse ba amogetse madi a phimolo keledi. Modulasetilo a re o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba thaisa diphologolo ka diterata e bile ba di tsoma ka dintsa. O tsweletse a re le fa go le dingalo go tshwara ba ba dirang jaana, lephata la diphologolo le makgabisa naga le tsile ka maano a go laola seemo se a akaretsa go baya tikologo leitlho. BOKHUTLO politics 7 Khan o gwetlha borre go godisa bana ba bone Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahommed Khan o gwetlhile borre go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone. O buile jalo mo moletlong wa go ipelela botsogo jwa bana o o neng o rulagantswe ke kokelwana ya Boswelakoko mo Molepolole . O gwetlhile borre go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone ka go ba isa kwa kokelong kgotsa sekaleng le go tsaya melemo e e ba sireletsang mo malwetseng. Rre Khan o bile a re batsadi ba tshwanetse go kopa dikgakololo mo go ba botsogo mabapi le dijo tse ba ka di fang bana bogolo jang tse di nang le dikotla gore bana ba bone ba seka ba tshabelelwa ke malwetse. A re bana ke bokamoso jwa lefatshe leno mme a re ba tlhoka go tlhokomelwa ka mo isagong ba tlaa tshegetsa lefatshe leno. Rre Khan o ne a tswelela a galaletsa kokelwana e ka maiteko a yone a go anamisa melaetsa ya botsogo kgapetsa-kgapetsa ka ditsela tsotlhe tse di kgonegang, mme a re se se thusa go tokafatsa matshelo a banni ba kgaolo. Fa a tswa la gagwe modiri mo ofising ya metshameko e e faphegileng, Mme Mmapula Akambakamba o rotloeditse batsadi go letla bana go akaretsa ba-na-le-bogole go tsenelela metshameko bogolo jang fa ba le ko tlase ga dingwaga tse tlhano. A re go tshameka go thusa go sidila mmele e bile go ka thusa motsadi go lemoga bogole jwa ngwana jwa kutlo, pono le jone jwa mmele tota mme a kgone go tsaya kgato e e maleba nako e sa le teng. Fa a tlhalosa ka maikaelelo a letsatsi le, mogolwane wa kokelwana eo Mme Lesedi Moeti o tlhalositse gore letsatsi le le ne le rulagantswe go rotloetsa borre go nna le seabe mo botsogong le kgodiso ya bana ba bone. O tsweletse a re ka letsatsi le ba rotloetsa batsadi go fa bana lorato le tlhokomelo e e tlhokafalang mo kgolong ya bone ga mmogo le go fokotsa dikgang tsa kgokgontsho ya bana jaaka go dirisiwa botlhaswa, titeo le tse dingwe. Mme Moeti o ne gape a gakolola batsadi go seka ba tlodisa bana sekale ba ile medirong e tshwana le manyalo a re botsogo jwa ngwana bo tla pele. education 4 Ba Makwate ga ba dumalane ka leina Banni ba Makwate ba ne ba supasupana ka menwana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke kgosi Rodulf Mojalemotho wa Boatlaname le kgosi Michael Molefhe wa Kopong go tsweng kwa Kweneng. Mme Vain Garebaitse o buile mo potsolotsong gore phuthego eo, e e gogileng malatsi a mabedi e ne e buisiwa ke kgosi Mojalemotho le kgosi Molefhe ba ba tlhalositseng fa ba romilwe ke tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane, mabapi le mekubukubu ya bogosi jwa motse. A re fa e sale Kgosi Lefatlho Lesenyamotse a tlogela tiro ka bogodi, Makwate o ntse o sena kgosi ntateng ya go farologana ka maikutlo ga morafe mabapi le leina la motho yo o ka tlhonwang mo setilong seo. Mme Garebaitse a re le ntswa batho ba dikgotlana tsa Metlhaleng, Mmuabui, Makabe, Palamaokue, Monageng le Mojasagagwe ba tlhophile Rre Samuel Moremi ka dipalo tse dintsi go nna kgosi, bangwe ba supile fa ba le kgatlhanong le tshwetso eo ka jaana ba tlhophile leina la ga Rre Motswaodi Diau yo e leng kgosana mo kgotleng ya Mmuabui. Ba lekgamu le le emeng Rre Diau nokeng ba tlhalositse mo phuthegong eo fa e le ene yo o lebanweng ke setilo sa bogosi ka jaana e le ngwana yo o tshotsweng mo lelwapeng la bogosi jwa Makwate. Kgosi Molefhe le kgosi Mojalemotho ba tlhalositse gore ka ba romilwe ke tona, ba tlaa sekaseka dipharologanyo tsa banni mme morago ba fetisetse kgang eo kwa go tona yo o lebaneng go ya go e rarabolola. society 9 Kereke e rotloediwa go potlakela matlhoki a batho Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli o rotloeditse kereke go potlakela go tlamela letlhoko la batho pele ga ba ka rerelwa lefoko la Modimo. Dr Mmatli o buile jaana fa a ne a simolodisa semmuso letsatsi la botsogo le le neng le rulagantswe ke UCCSA kwa Molepolole. O tlhalositse fa lefatshe le tletse khumanego mme kereke e lebanwe ke kgwetlho ya go tswa ka mananeo a a ka thusang. Dr Mmatli a re o buisiwa se ke gore go thata gore motho yo o gateletsweng ke botlhoki kgotsa a tshwerwe ke tlala a amogele thero. Fa a itebaganya le molaetsa wa tiro ya letsatsi o o reng,; Botsogo Jwa me, Boikarabelo Jwa me, Dr Mmatli o boletse fa a itumelela kgato e UCCSA e e tsereng go tsena mo moonong wa puso le lekgotla la ditshaba la botsogo (WHO) go rotloetsa maloko go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo go tila malwetse. O rotloeditse kereke go rotloetsa itshidilo mmele le go dira gore kereke e natefelele basha. Dr Mmatli o gateletse gore puso e ka dira sengwe le sengwe mme kwa bofelong go mo maruding a mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa gagwe. Dr Mmatli o tlhalositse fa malwetse a a sa tshelanweng a bolaya batho ba le bantsi ntswa a ka thibelwa. A re WHO e tlama mafatshe gore e re ka 2030 malwetse a, a bo a fokotsegile. Ngaka ya botsogo le tlhaloganyo, Dr Mohammed Sadique, o tlhaloseditse phuthego gore bolwetse jwa kgatelelo maikutlo jo bo tumileng bo dirwa ke go tlhakatlhakana maikutlo mo moweng le mo mmeleng. A re kgatelelo maikutlo ga se gore ke selo se se bosula nako le nako e bile e a farologana. A re go na le gore maikutlo a a tlhakatlhakaneng a ka simolola go le gonnye, kgotsa a nne fa gare a bo a felele a feteletse a le kwa godimo. Dikai tsa maikutlo a a tlhakatlhakaneng a re di ka itshupa ka go opiwa ke tlhogo, letsapa mo mmeleng, botlhoko mo mokwatleng le go tshabelelwa ke go dira diphoso. O tlhalositse fa bolwetse jo bo ka thibelwa. Dingwe tse di ka dirwang go thibela tlhakatlhakano maikutlo a re ke go itshidila, go tokafatsa puisano, go arogana dikakanyo tse o nang le tsone le ba bangwe le go robala mo go lekanetseng. E rile fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Mme Portia Seduledi a re letsatsi leo, le ne le direlwa go rotloetsa phuthego go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone le go ba ruta ka tsa botsogo. Mme Seduledi a re kereke e ne e tshwentswe ke gore puso e babalelwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa botsogo mme ba bona go le botlhokwa go ruta morafe go itlhokomela le go thibela malwetse, go fokoletsa puso mokgweleo. Letsasi le, le simolotse ka mogwanto le itshidilo mmele, go ilthatlhobela malwetse ka go farologana le go aba madi a mmele. education 4 ‘Mokwalo wa go aba boswa ke karabo’ Kgosi Bana Sekai wa Mochudi a re go dira mokwalo wa kabo le kgaogano boswa ke yone tsela fela e e ka dirisiwang go aba boswa le go itsa dintwa tsa boswa. Kgosi Sekai o buile jaana mo potsolotsong, a supa fa dipalo tsa batsadi ba ba tlang go tsenya mekwalo ya go kgaoganya boswa mo boseong jwa bone e le kwa tlase. A re setshaba se rotloediwa go ikopanyana le babueledi ba semolao kgotsa magosi go batla dikgakololo ka go tlogela mokwalo oo. A re ba itemogela dikgang di le dintsinyana tsa boswa, selo se a rileng se bakwa ke go tlhoka go tshidisanya le go utlwana ga bana ba motho. O buile fa ditsheko di le dintsi go sekwa malwapa, ditshimo, leruo, fa gongwe ditlhabololo le dithoto tse dingwe tse dinnye jaaka didirisiwa tsa ntlo. Kgosi Sekai a re fa botsadi bo sa kgaoganyetsa boswa ruri, ba felela ba ikopanya le masika go ba reedisa, go tlhalosa le go ba thusa ka tharabololo ya dikgang tsa boswa ka bone ba na le lesedi, a tlatsa ka gore go itsa ditsheko le dikgogakgogano ba ja boswa ba ka bona bone batsadi bao pele ba ya go pega kgang kwa go bone. O bile a kgala mokgwa wa go ikgagapelela boswa, a re bana ba motho ba ka ipua ka bobone ba bo ba kgaogana ka tekatekano go sena tsietso le bofitlha. A re masika a a ikgagapelelang dithoto tsa bana le bone ba emise go dira jalo ka go rontsha bana ditshwanelo le dithata tsa batsadi ba bone. A re bana ba ba tsaletsweng le bone ba tsenngwa dingalo tsa go tingwa, go amogwa kana go ntshediwa kwa ntle fa go kgaoganngwa boswa mme a papamatsa fa bana ba go nna jalo ba na le tshwanelo e e tletseng ya go akola boswa jwa batsadi ba ba ba tsaletsweng. Mo go tse dingwe Kgosi Sekai a re se sengwe se se tshwenyang ke tiriso botlhwaswa ya boswa, ka jalo a gakolola ba ba tlogeletsweng boswa go bo dirisa ka kelelelo, a tlatsa ka go re ba tshwenngwa gape ke bana ba ba phuaganyang malwapa le dithoto tsa batsadi. A re malwapa mangwe a tlogetswe e le matlotla mme a rotloetsa ditiro tsa borukutlhi ka magodu a iphitlha mo matlong ao le go direla ditiro tse dingwe tsa borukutlhi. O ne a gwetlha ba ja boswa go itlotla le go neelana fa go tla mo go kgaoganngweng boswa. BOKHUTLO society 9 Batswana ba kopilwe go nna le karolo mo kabo madi a setshaba Mothusa tona ya dikgaolo le ditlhabolo tsa ma gae Mme Botlogile Tshireletso o kopile Batswana go tsaya karolo mo kabo madi a setshaba. Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere kwa metseng ya Makwate, Shakwe le Taupye, Mme Tshireletso yo ebileng a leng mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba one a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le seabe mo kabo madi a lefatshe. A re ope Motswana go sa kgatlhelesege gore o kobo dikhutshwane kgotsa jang, o ka nna le seabe fa ba inaakanya le mananeo a puso bogolo jang a nyeletso lehuma.O ne a kopa morafe go sa salela morago, a re matshelo a bone a tshwanetse a tlhabologe ba tswe mo lehumeng. Mme Tshireletso o ne a re ke poelo morag go bo motse ole motona jaaka wa Makwate, batho ba le lesome le boraro (13) fela ba bo ba supile kgathego go ka tsenelela mananeo a nyeletso lehuma. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa ba ba amegang batla rutuntshiwa ka mananeo, mme e re morago ba fiwe didirisiwa tse di tshwanetseng, ga mmogo le madi a go simolola madirelo, a re ka moo Batswana botlhe ba ka nna le seabe sa ntlha mo kabo mading a lefatshe leno, mme ka jalo ba itirele matshelo a botoka.BOKHUTLO society 9 Mosireletsi o isa ditirelo kwa setshabeng E re ka go twe thuto ke lesedi, ba ofisi ya Mosireletsi ba boloditse letsholo go ralala lefatshe leno, go rutuntsha setshaba ka ditirelo tsa bone. Ba re thutuntsho e e ka thusa batho go itse ka ditshwanelo tsa bone fa ba dira boikuelo, gore puso kgotsa banni bangwe ba seka ba ba gobelela ka mokgwa ope fela. Mo potsolotsong le BOPA morago ga phuthego ya kgotla kwa Inalegolo bosheng, mothusa mookamela ofisi ya Mosireletsi, Rre William Moncho, a re maitlamo a ofisi e, ke go tlhotlhomisa dingongora tsa tsamaiso e e sokameng mo makalaneng a tse ba setseng ba di roletswe ka mokwalo. Ka seo, Rre Mocho a re ba tshwentswe ke go kukela ka monokela ga dikgang tsa ditsamaiso tse di sokameng mo maphateng a puso, mme bangongoregi ba felele ba dule ka nyobana e sa fotlhwa le mororo ba ka bo ba bone thuso kwa go Mosireletsi. A re go tlhoka kitso gone moo, ke gone gantsi go bayang bangongoregi ka fa mosing. Rre Moncho a re ga ba buelele mongongoregi ka tsela e e tshwanang le ya di Agente ka jaana bone ba sa lope dituelo dipe. A re dithuto tsa bone gape di itebagantse le go sedimosetsa setshaba ka pharologanyo ya ditirelo tsa ofisi ya ga Mosireletsi le ofisi ya twantsho borukutlhi le tshenyetso setshaba ka jaana bone ba itebagantse le go sekaseka dingongorego tsa tsamaiso e e sokameng mo makalaneng a puso, jaaka go goga dinao mo tirong le gone go tlhoka go nonofela tiro e motho a e hiretsweng, fa le lengwe lekalana lone le remeletse mo go sekasekeng dikgang tsa borukutlhi le go gopela itsholelo ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, a re morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng, fa ba itemogela gore bokete jwa kgang ke jwa borukutlhi ba e fetisetsa kwa go ba twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo. Mo go tse dingwe dikgang, a re ntswa ba tsweletse ka go thuba lobelo, ba itemogetse diphetogo dingwe ka jaana ba kgona go amogela dingongorego tse di tsepameng, mme e re ka dilabe di seke di tlhokega, go santse go na le banni bangwe ba go santseng go itshupa fa ba santse ba tlhaela kitso. A re seo, ga sena go ba kgoba marapo ka jaana ba ikemiseditse gore ga ba na go swa lentswe mme ba tsile go tswelela ba dikologa setshaba go nosetsa thuto eo. O ne a iteela kobo moroko ka go re ba dirile maiteko a mangwe a go aga metlaagana ya nakwana ka dinako tsa diphuthego, go fa banni sebaka sa go itolokela babereki kwa bothokong. BOKHUTLO society 9 Khansele Potlana ya Bobirwa e abela badiri dietsele Khansele potlana ya Bobirwa e abetse badiri ba ba le masome a supa le botlhano dietsele e le go ba lebogela go dira ka natla le boineela mo tirong. Dietsele tse, di ne di akaretsa tsa babereki ba ba dirileng ka lobaka mo tirong, badiri ba ba berekang ka natla kwa maphateng a bone le seetsele sa modiri yo o gaisitseng ba bangwe, so ne se tswa kwa go mokwaledi wa Khansele. Modulasetilo wa khanselepotlana ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame o tlhalositse fa badiri ba khansele potlana ya Bobirwa ba na le tshwaragano mo tirong mme ke ka moo ba tsweletseng ka go dira sentle. A re kgaolo ya Bobirwa e a lebega ka ntlha ya badiri ba khansele eo, e bile a supa fa kabodietsele e, e tlaa ba rotloetsa go dira ka natla mo tirong. Mothusa mokwaledi wa khasele ya Bobirwa, Mme Gomolemo Moepeng o tlhalositse fa maikaelelo a go abela badiri ba khansele go ya ka maphata a a farologaneng e le go lemoga fa ba dira ka botho, boineelo, ba bangwe ban a le lobaka lo lo leele mo tirong. Mme Moepeng o kopile ba bereki go tswelela ba dira ka natla mo tirong, gore khansele potlana ya Bobirwa e tswelele e balelwa mo go tse di ntshang ditirelo tsa maemo a a kwa godimo. Ratoropo wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta o kgothaditse badiri ba ba filweng dietsele go nna sekao mo go ba bangwe. O ne a tlhalosa fa go bereka ba le seopo sengwe go ka ba kgontsha go ntsha ditirelo tsa maemo a a kwa go dimo. Rre Mojuta o ne a gakolola badiri ba ba berekileng ka lobaka go ipeela madi ba ise ba tlogele tiro gore ba tle ba kgone go tshela sentle fa ba sena go tlogela tiro. O kopile badiri, go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba tse di ka felelang di phirimisa ditoro tsa bone. Rre Mojuta o rotloeditse badiri ba khansele go tswelelela ba bereka ka tshwaragano gore ba tlotlomatse leina la khansele potlana ya Bobirwa. BOKHUTLO society 9 Komiti e kgaratlhela motse Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Artesia go bo e eme ka dinao go tlhabolola motse. Rre Mangole o buile se mo phuthegong ya kgotla ka Labone. O ne a supa fa komiti eo e rwele maikarabelo a magolo fela thata ka jaana e le yone tshoso e rweleng mo tsamaisong ya ditlhabololo tsa motse e bile ba tsere boikarabelo jwa go etelela setshaba pele. Rre Mangole a re go bo komiti eo e kgonne go tlhabolola holo ya motse go supa kgatelopele mo tirong ya bone bogolo jang ka go tsere lebaka gore e baakanngwe. Mopalamente o ne a supa fa holo e le botlhokwa fela thata ka e thusa go direla ditiro tsa morafe le setshaba ka kakaretso mo go yone e bile e ka dirisiwa go tsisa ditlamelo gaufi. O ne a kopa morafe go tlhokomela holo eo le go e somarela gore e ba tswele mosola ka lebaka bogolo jang ka komiti e ka e dirisa go dira letseno la madi. E ne e rile go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Thandie Roberts a lekodisa mopalamente fa ba kgonne go tlhabolola holo eo morago ga gore ba kope dithuso mo khamphaning nngwe e e neng ya ba fa dithuso tsa madi a ka tshwara P170 000. A re ka jalo ba ne ba kgona go tlhabolola holo eo le gone go e tsenya motlakase ka P88 000 mme gape ba kgonne go shafatsa marulelo a poso ya motse oo le go tsenya motlakase ka P33 000. Mme Roberts o ne a tlhalosa fa ba na le lenaneo la go tlhabolola motse wa bone mme e bile ba setse ba kgonne go agelela matlo a le mabedi mme gape ba tlaa baakanyetsa motlhoki mongwe ntlo. E re dikgang di eme jalo, modulasetilo o ne a kopa gore ba thusiwe ka paakanyo ya ditsela mo motseng wa bone ka jaana fa pula e nele go sa tsamaege mme a kopa gape bananyana ba sekole se sebotlana gore ba agelwe matlwana a borutelo. Mme Roberts o tsweletse a kopa gore go agiwe matlo a borobalo a baithuti ba sekole se segolwane sa Artesia ka a teng a setse a onetse e bile a le borai mo baneng ba bone. Erile fa Kgosi George Thwane a amogela baeng le morafe mo motseng wa gagwe, a lebogela morafe go bo o ne wa itshwara sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. A re seo o se iteela legofi ka maitseo e le namane ya moroba e bile morafe o supile setho se lefatshe leno le se rotloetsang mme gape e le ngwao ya Setswana. Kgosi Thwane o ne a ntsha ngongorego ka lephata la makgotla a Setswana a supa fa madi a le a neelwang a le mannye ntswa ba dira namane e tona ya tiro. A re o kopa gore ba neelwe madi a a bonalang mo lephateng leo gore ba kgone go dira tiro ya bone sentle ya go thusa Batswana. Kgosi o ne a kopa gape gore sepodisi se godisiwe mo motseng wa Artesia ka jaana e le boremelelo jwa bogodu jwa leruo le go thubiwa ga mabenkele a tlatsa ka gore seo se tlaa thusa go lwantsha borukutlhi joo. Kgosi Thwane o ne gape a kopa gore kokelo ya motse oo e bereke bosigo le motshegare ka jaana e thusa batho ba le bantsi bogolo jang ka e bapile le tsela ya A1 e dikotsi di nnang dintsi mo go yone. society 9 Bakgatla ba rotloediwa go dirisa dikopelo go itshetsa E re ka jaana kgaolo ya Kgatleng e tlhwaelesegile ka dikhwaere lefatshe la Botswana ka bophara, nako e tsile gore ba simolola go boelwa ke talente ya bone. E rile mogolwane wa Botswana Stock Exchange Rre Thapelo Tsheole a bua kwa kabong dimpho ya dikgaisano tsa mmino wa dikhwaere kwa ntlong ya ditso ya Phuthadikobo ka Sontaga mo Mochudi, a rotloetsa Bakgatla go dirisa talente ya bone go itshetsa. A re Bakgatla ba itsiwe ka dikopelo e bile go tswa kgakala go itsiwe gore ga go na morafe o o ka ba gaisang mo mminong wa dikhwaere. Rre Tsheole a re go maleba gore ba khwaere ya Sedibelo ba bo ba tsile ka mogopolo wa go simolodisa dikgaisano tsa dikopelo. O supile fa seo se tlaa fa dikhwaere sebaka sa go phadisana mme moo go ba thusa go itsege le gone go ithekisa gore ba bone letseno. O ne a supa fa nako e tsile ya gore dikopelo kana dikhwaere jaaka bangwe Batswana ba di bitsa, di simolole go bolokiwa le go newa seriti se se di tshwanetseng. Rre Tsheole o ne a tlatsa ka gore dikopelo e tshwanetse ya nna kgwebo e Bakgatla ba ka itshetsang ka yone. Ka jalo o ne a ba rotloetsa gore ba simolole go aga matlo a boroko kwa dikopelo di tshwarelwang teng gore ba bone letseno fa batho ba tsile go lebelela dikopelo tseo. O ne a ba kgothatsa gore ba apeye mme ba rekise dijo tsa Sekgatla ko mafelong ao mme gape ba ka dira madi ka go rekisa paka ya bone ya dikopelo ka seo se ka oka maloko a masha le bone balebeledi tota. Mogolwane wa Botswana Stock Exchange o ne a supa fa ba tshwanetse ba ithuta ka go fetola dikopelo tsa bone gore di ba busetse mme o ne a ba bolelela fa a ka ba thusa gore ba kgone go dira seo. Tona wa thuto ya motheo e bile e le mopalamente yo o itlhopetsweng Dr Unity Dow o ne a supa fa dikopelo go tswa ko di tswang teng di ntse di ruta di bo di neela setshaba molaetsa wa ditiragalo tsa ngwaga oo. A re ka jalo dikhwaere di tshwanetse tsa boloka talente eo gore bana ba tle ba ithute mo go yone. Dr Dow o ne gape a kopa dikhwaere go gatisa moopelo wa bone gore o bolokesege mme ba kgone ba rekise ba dire madi a a ka thusang mokgatlho wa bone go gola le go atlega. E ne e rile go le pele, mokhanselara wa Oodi Rre Batlhalefeng Ramosesane a supa fa maikaelelo magolo a dikgaisano tse e le go boloka ngwao ya dikopelo tsa Bakgatla. A re e simolotse e le mogopolo ka Rre Aaron Ogopoleng wa khwaere ya Sedibelo mme o ne wa atlega ba sena go kopa dithuso. Rre Ramosesane a re dikgaisano di ne di tshwerwe ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le bosupa mme dikhwaere di le lesome tsa iteisana borathana. E rile a amogela baeng Rre Phemelo Rapoo yo e leng mogolwane wa ntlo ya ditso ya Phuthadikobo o ne a supa fa go le botlhokwa go somarela ditso tse di sa tshwarweng. A re dikopelo ke talente e e mo tlhaloganyong mme e tshwanetse ya bolokwa gore e sologele le bana ba ba tlang kwa morago molemo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Tlolela e tswetse masimo kwa Omaweneno Balemi ba motse wa Omaweneno ba kopa puso go tla ka methale e e ka ba thusang go lwantsha bojang jwa tlolela jo bo ba itsang go tsena mo masimong a bone. Fa ba tlhalosa mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mosekaseki go tsweng kwa go ba Botswana Institute For Technology Research and Innovation (BTRI) Mme Sinah Kgosietsile, Rre Batanka Simane a re bojang jo, bo ba tswaletse masimo mo ba sa tlholeng ba lema. Rre Simane a re bojang jo bangwe ba bo bitsa makunda ka go na le pelaelo ya gore bo tlhaga kwa motseng oo. A re tlolela kana tlope jaaka bangwe ba bo bitsa e kotsi fela thata ka e nale mmitlwa o o tlhabang e bile o ntsha dintho. Rre Simane a re tota ga ba itse leina la bojang jo ka bo le bosha go goroga mo motseng wa bone ka jalo ba bo bitsa tlolela ka mmitlwa wa jone o tlolela sepe se se gaufi le jone. Rre Simane a re botala ja bojang jo fa bo santse bo le bonnye bo ka for a motho ka bo le bontle fela thata mme fela fa bo gola bo fetoga sera. O tsweletse ka gore fa motho a ka seka a bo lwantsha bo santse bo le bonnye ga a kake a tlhola a bo kgona. A re ba lekile go bo tlhagola le gone go bo tshuba tota mme e kare ba a bo gakatsa. O boletse fa go setse go na le dipego tsa bangwe ba ba setseng ba latlhegetswe ke pono ka ntlha ya go tlhabiwa ke mmitlwa wa jone. Rre Boiki Mokoloku o kopile ba ba dirisang diharaka go kgobokanya bojang jo go emisa seo ka se se ka dira gore bo ba tlolela bo ba tsene mo matlhong. A re go lwantsha sera se ke fela fa motho a ka inaakanya go bo tlhagola bo ise bo ntshe mmitlwa. O tsweletse a re ba tshwenngwa ke letlhoko la diterekere mo kgaolong ya bone ka ba na le raterekere a le mongwe fela mo motseng wa bone mme o tshwanelwa ke go lemela motse wa Omaweneno le e e mabapi. A re ba lephata la temo thuo ba sale ba ba solofeditse gore ba tla thusiwa ka diterekere go ba lemela mme nako kgolo ke eno. Rre Mokoloku are matshwenyego a matona ke gore leuba la ngwaga o o fetileng le dikile le ba tlhotlhorile ditonki tsotlhe tse ba ntseng ba di ikantse mo temong le fa le tsone di ka seke tsa kgona go emelana le seemo sa bojang jwa tlolela. Rre Mokoloku a re le ntswa puso e ba rotloetsa go lema ka ditselana go tlhoka dipolantere go dira gore ba felele ba tlhomela dipeo ka diatla mme bokgola bo felele bo tsamaya ba ise ba fetse ka ntlha ya gore go tlhomela ka diatla go bonya mme e bile mmu wa kgaolo ya bone o latlha bokgola ka bonako. Kgosana Jacob Kapeko a re lenaneo la ISPAAD le le thusang Batswana ka kagelelo ya masimo le a ba imela go le dirisa ka jalo o fitlhela masimo a sa agelelwa ka bontsi mme se se bake dikgotlhang fa gare ga beng ba masimo le barui. Fa a ntsha la gagwe, mosekaseki go tsweng kwa BTRI Mme Sinah Kgosietsile a re ke gone a utlwang ka bojang jo mme fela o tla a bo tsaya go bo isa kwa go ba ba maleba go sekaseka gore bo ka tswa bo tswa kae le gore go ka dirwa eng gore bo lwantshiwe. BOKHUTLO environment 5 Ipelegeng e tlaa tswelela Palamente e itsisitswe fa lenaneo la Ipelegeng le tlaa simolodisiwa kgwedi ya Phatwe e ya fifing. Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Eric Molale, o boletse jalo fa a rola pego ka lenaneo la Ipelegeng kwa Palamenteng ka Mosupologo. Rre Molale a re puso e tshwentswe ke magatwe a gore Ipelegeng e emisitswe. O boletse fa lenaneo la Ipelegeng le ne la seegiwa ka nakwana go hema kanamo ya segajaja sa COVID-19. “Ke eletsa go rurahaletsa ntlo e le Batswana ka kakaretso gore Ipelegeng ga e ise e emisiwe, le gore puso ga e ise e eletse go emisa le go hedisa Ipelegeng,” ga buwa Tona Molale. O boletse fa go seegiwa ga Ipelegeng go dirilwe ka dikgakololo go tswa kwa go ba botsogo ka jaana didirisiwa tsa Ipelegeng di fapaanelwa e bile babereki ba Ipelegeng ba bereka ba le segopa. A re puso e tsweletse ka go netefatsa gore ditaelo tsa ba botsogo di salwa morago le gore Ipelegeng e ka tsweledisiwa jang le go godisa ba-tsaa karolo mo lenaneong le. “Maikaelelo a puso ke gore mme e re go godisiwa lenaneo jaana, e bo e tokafaditswe, gore e bo e na le boleng, e na le mosola go feta jaaka re e bona gompieno,” ga buwa jalo Tona Molale. Ka jalo, a re lenaneo le tlaa tokafadiwa go re le dire ditiro tsa sennela ruri. Rre Molale a re o santse a emetse gore khuduthamaga e wetse dipuisano tsa gore Ipelegeng e ka tokafadiwa jang, mme e tlaa re morago ga moo, Batswana ba itsisiwe ka botlalo. Tona a re dingwe tsa tse di akantsweng ke go baakanya le go shafatsa mafelo a setshaba jaaka dikolo, dikgotla le dikokelwana. A re se se tlaa godisa ditiro le ditirelo tse di tlhokwang ke setshaba kwa magaeng. Mapalamente ba ne ba iteela mafoko a ga tona legofi, mme ba ngongoregela go tsaya lebaka ba sa rerisiwe ka tse puso e di akantseng. Ba kopile puso go sekaseka go oketsa dituelo tsa Ipelegeng ka jaana e tshetsa batho ba le bantsi ba ba sa berekeng. Mo go dimo ga moo, ba kopile puso gore dipalo tsa babereki di okediwe ka gore e tshegeditse malwapa a le mantsi a batho ba ba sa berekeng. BOKHUTLO health 6 Kgosi o kgala modumo o o kwa godimo mo motseng Mothusa kgosi kgolo wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o kgadile a sa kgwe mathe modumo o o kwa godimo mo motseng o o tswang mo marekisetsong a bojalwa, meletlo le tse dingwe. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla mo Mochudi ka Matlhatso fa a lekodisa morafe ka seemo sa motse wa gagwe. A re marekisetso a bojalwa a dira modumo o o kwa godimo letsatsi lotlhe mme e bile go sena letsatsi le ba emisang go letsa ka lone. A re marekisetso ao, ga a obamele melao e e beilweng ya thekiso ka ba rekisa ka diokomelabagwe nako ya thekiso e ise e simolole. Kgosi Sekai a re morafe o tshwanetse go emelana le diemo tseo go leka go tokafatsa matshelo a bone le a bana ba bone ka modumo oo o sa ba siamela, segolo bogolo jang ba ba nnang go bapa le madirelo ao. A re le ntswa go na le melao e e tsepameng ya puso go baakanya seemo seo, go lebega go na le bangwe ba ba santseng ba sa e obamele mme gape ba sa tseelwe dikgato tse di maleba. A re le mororo dipego di goroga kwa go ba sepodise le khansele, ga go nko e e tswang lemina ka marekisetso ao a ntse a tsweletse ka go tsosa modumo fela o o kwa godimo. Kgosi Sekai a re modumo oo, o ama le maduo a bana ba dikole ka ba sa kgone go dira tiro ya sekole kwa malwapeng, mme bangwe bone ba ya teng kwa medumong go itisa le ntswa ba le dingwaga di kwa tlase. A re batho ba malwapa a bapileng le madirelo ao ga ba bone boroko ka ntlha ya modumo oo mme se se bake malwetse. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, e bile e le Mokhanselara wa Boseja Legare, Rre Mpho Morolong a re modumo wa mo motseng o tshwentse morafe otlhe ka go sena yo o sa leleng ka one. A re go na le mabaka a le mmalwa a a dirang gore modumo o felele o palela khansele jaaka go hirisiwa ga madirelo a bojalwa. A re fa ba sena go atlholela madirelo go tsosa modumo, mong wa madirelo o boa a fa o mongwe teseletso ya go a dirisa mme le ene a boelele phoso e e neng e dirwa ke yo mongwe. Le fa go ntse jalo, Rre Morolong a re ga ba ise ba felelwe ke tshepo ya go laola modumo mo madirelong a bojalwa ka ba santse ba tsweletse ka go kopa dithuso. A re morafe ke one o ka thusang fela thata fa ba ka nna le tirisano mmogo mme ba kgaleme fa ba bona motho a dira selo se se seng ka fa molaong. Rre Morolong a re khansele e santse e tlaa kopana le baruti go buisana ka modumo o o bakwang ke dikereke ka le one o le kwa godimo. Mogolwane wa sepodisi, Superintendent Gilbert Mathumo a re setshaba ke sone se se dirang gore dilo dingwe di pale go rarabologa ka ba sa begele mapodisi fa ba bona motho a tlola molao. A re batho ba ba dirang modumo ka dikoloi tsa bone le kwa madirelong ba a itsewe mme batho ba tlhalosa fa ba ba tshaba. A re ba ba fang diteseletso tsa thekiso ba na le gore ba ka gana ka teseletso fa motho a sa obamele melao. Supt. Mathumo a re bontsi jwa madirelo bo fetola bodiredi nako le nako mme se se busetse ba sepodise kwa morago. O kopile setshaba go nna matlho a bone ka ba leka ka bojotlhe go ba thusa le go ba sireletsa. E rile a akgwa Kgosi dikgaba, Rre Segale Molefe a re bana ba kganelwa ke diemo di tshwana le medumo le dinotagi go fitlhelela ditoro tsa bone mme tharabololo e mo morafeng. A re bana ke bone bokamoso ka jalo ba tshwanetse go tlhokomelwa ke morafe gore ba tle ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone tse di ka tsogang di tlhabolola lefatshe la bone. O gakolotse morafe go emela kgang ya modumo ka dinao ka go tswa ka ditharabololo tse di farologaneng go ritibatsa seemo seo. ENDS society 9 Seakgosing o busetsa ba Moshupa phetolo Tona wa botsogo, yo e bileng e le mopalamente wa Thamaga, Dr John Seakgosing o boleletse banni ba Moshupa fa sepatela sa bone se ba sa bolong go se solofediwa se fetiseditswe mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba la bolesome. O boletse fa go solofetswe gore se agiwe ngwaga o o tlang wa madi, fa itsholelo e eme sentle, mme fa gole thata se ka ya kwa NDP 11. Tona Seakgosing o buile seo, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Moshupa. O ne a busa phetolo ya morafe wa Bakgatla ba Moshupa ba e rileng bosheng ba romela lekoko la banna ba eteletswe pele ke kgosi ya bone go ya go botsa gore sepatela se ba sa bolong go se solofediwa se diilwe ke eng. Ba re, se ne sele mo lenaneong la ditlhabololo la bofera bobedi, sa sutisediwa kwa go la boroba bongwe, gompieno se tsene ka lenga la seloko. O boletse fa go sutisa gantsi ga sepatela sa bone e se ka bomo, go ne go lebilwe letlhoko la madi ka e bile lefatshe le ne la rakana le dikgwetlho tsa kwelo-tlase ya itsholelo le dibetso tsa tlholego jaaka bolwetse ja tlhako le molomo. O tlhalositse a papametse gore, sepatela ga se a phimolwa mme se tla felela se agilwe mo Moshupa go lebilwe pata ya puso. Tona o boletse fa ene le lekoko la Moshupa, ba ne ba bua ka kutlwano le fa go ne go le thata go dumalana gore sepatela se teng. A re, sepatela se se tla agiwang se tla bo se nale malao a le masome a mabedi le ditsompelo tsotlhe tsa sepatela se segolwane, mme a re sebe sa phiri ke letlhoko la dingaka, ka di gana go berekela mo Botswana di kaya fa madi a le mannye. O boletse fa gole boammaruri gore sepatela se sale se nna mo lenaneong la ditlhabololo ka nako e goneng go nale tautona, Sir Ketumile Masire, ga latela Dr Festus Mogae le gompieno ke Tautona Khama. Tona o tlhalositse fa go ne go nale mabaka a a paledisang gore se agiwe mme ditlhaloso di le teng. Le fa go ntse jalo, tona o boleletse morafe o o neng o penologa mo kgotleng, ka tsholofelo ya gore o tla utlwa gotwe sepatela se a simologa, gore puso e dira ditlhabololo e lebile palo ya batho, sekgala le pata. O boletse fa go nale ditiro tse di ka sekeng di itlhokomolosiwe le fa madi a tlhaela jaaka go reka diritibatsi, go jesa le go duela masiela, batlhoki, bagodi, ba-nale bogole, masole a ntwa ya ntlha le mananeo a itshetso a puso. O tsweletse a bolela fa bolwetse ja tlhako le molomo le jone bo apesitse lefatshe kobo ka letshoba, a tlatsa ka gore go nale tlhaelo ya metsi le motlakase, se se dirang gore puso e ise madi mangwe koo. Fa a leboga mopalamente wa Moshupa, yo gape eleng motshwarelela tona ya thuto Rre Mokgweetsi Masisi, o boletse fa a sa bolo go bua thata ka sepatela e bile le ene a ne a nale lekoko go ya kwa go tona ya botsogo. A re, sepatela se tsere dingwaga tse di lesome le boferabobedi se ntse se le mo lenaneong la ditlhabololo, mme a bolela fa se tsile go dirwa letsatsi le penne ka gore ga se a phimolwa gope mo ditogamanong. O boletse fa sepatela se diilwe ke bodiredi, mme a kopa banni ba Moshupa go nna pelotelele le ditlhabololo tsa bone, a tlhalosa fa a ba eme nokeng thata gore motse wa bone o tlhabologe. Le fa go ntse jalo, o kgadile sepolotiki mo kgotleng, a bolela fa se sa tlhokafale ka gore se ka gogomosa batho maikutlo. Fa ba mokgwa dikgaba, banni ba boletse fa ba lapile dipelo ke go solofediwa sepatela mme go bo go ntse gotwe se teng mo ditogamanong se sa dirwe. Rre Simon Ramontsho o kopile Bakgatla go fetela kwa pele kwa go mothusa tautona ka kgang ya sepatela ka gore botautona ba ntlha le wa gompieno ba rile se dirwe mme nako kgolo ke eno. Rre Tshepho Sehularo ene, o boletse fa ba kile ba solofediwa gape gore go tla atolosiwa nngwe ya dikokelwana go santse go emetswe sepatela, mme nako kgolo ke eno, ga go dirwe sepe. “Kgang e, jaanong ga e batle ene morwa wa gagwe yo esi Jesu, e batla Modimo ka sebele,’’ ga bua Rre Sehularo. Bangwe ba ba akgetseng ba kopile gore go tsewe madi a a beilweng kwa mafatsheng a moseja e le makatadimetshe, mme a dirisiwe go aga sepatela se se sa bolong go solofetswa, fa bangwe ba re go kabo go agilwe sepatela go nale dikago tse di tshegetsang magolegwa tsa basimane gone mo Moshupa. Bangwe bone ba re, ba belaela gore palo ya bone e tshwanetse e bo e sa lekana, le magatwe a gore Moshupa o bapile thata le sepatela sa Thamaga le sa sabata sa Kanye. Bokhutlo politics 7 Khansele e abela sekole seetsele Khansele potlana ya Kgalagadi e abetse sekole se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi seetsele le setlankana gobo se ne sa dira botoka mo ditlhatlhobong tsa ngogola tsa mophato wa boraro. Fa a bua mo boemong jwa makhanselara, modulasetilo wa khansele eo Rre Sam Brooks o boletse fa a lebogela maduo a mantle a sekolo seo a a tsweletseng ka go gola ngwaga le ngwaga. O boletse fa e rile ka ngwaga wa 2009, fa ba simolola tiro ya bone ya bokhanselara, sekole seo se ne se sa dire bontle, mme ba itlama gore ba leke ka thata go bona gore maduo a sone a tokafala. Rre Brooks o tlhalositse gore bane ba netefatsa gore mongwe le mongwe yo amegang mo mererong ya thuto mo kgaolong o nna le seabe, mme ke ka moo maduo a sekole seo a ileng a a tokafala. O akgotse ofisi ya thuto ya kgaolo gobo e file sekole seo batlhatlhelela dithuto ba ba ratang e bile ba itse tiro, a tlatsa ka gore o akgola le bana gobo ba tshotse dithuto tsa bone ka tlhwaafalo. Modulasetilo wa khansele potlana o tlhalositse fa gone gona le dikgwetlho di tshwana le tsa metsi, bodiredi, matlwana a boitiketso le matlo a boroko a bana ba sekole mme tseo tsotlhe ba ile ba di kgona. Rre Brooks o gakolotse bana fa thuto ele selo sa botlhokwa mo botshelong mme fa ba ka e tsaya ka tlhoafalo baka tsoga ba tshela sentle. E ne e rile gole pele, fa amogela baeng, mogokgo wa sekolo seo, Rre Apheius Ramotsababa, a bolela fa itumedisiwa ke baithuti ba sekole sa gagwe ka ba tlotlomaditse leina la sekole seo. O supile fa gotswa ka ngwaga wa 2011 fa simolola tiro, maduo a sekole seo ane ale kwa tlase ga masome a matlhano mo lekgolong mme a gola go fitlha a feta foo, mme a ngogola a fetile masome a matlhano le bobedi. Rre Ramotsababa o supile fa ba ne ba na le bothata jwa maitshwaro a fatlhang mo baithuting, go tlhoka go tsena sekole sentle, go dirisa ditagi le go ima ba sale babotlana, a tlatsa ka gore ka tshwaragano le boithaopo jwa batsadi le barutabana ba kgonne go fenya mathata ao. O akgoletse khansele goba thusa go tsosolosa seriti le serodumo sa sekolo seo, a supa fa jaanong se phala tsedi mo kgaolong le ntswa sene se nna sele kwa tlase ga tsone. Bokhutlo education 4 Ba Shoshong ba tsweletse ka go baya tema Le fa bontsi jwa Batswana jaanong go lebega ba tsholetsa diatla mo temong ya monongwaga ka ntlha ya dipula tse di boutsana, kwa kgaolong ya Shoshong bontsi jwa balemi ba tsweletse ka go baya ditema morago ga dipula tse di tshologileng ka bokete bosheng kwa kgaolong eo. Molemisi wa kgaolo ya Shoshong Bophirima, Mme Onneile Dikang, o tlhalositse mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA gore ka ntlha ya dipula tsa bosheng bontsi jwa balemi ba tsweletse ka go dirisa lenaneo la ISPAAD go lema masimo a bone. A re le fa batho bangwe ba santse ba inaakantse le mokgwa wa bogologolo wa go gasa ka diatla, o itumedisiwa ke gore bontsi jwa balemi ba kgaolo ya gagwe ba tsene ka mmetela mo temong ya segompieno ya go lema ka ditselana le go dirisa menontshane. Mme Dikgang o rile le ntswa letsema le tshwanetse go tswalelwa kgwedi eno e le lesome le botlhano mo kgaolong ya ga Mmangwato, o na le tsholofelo ya gore bontsi jwa batho ba tlaa bo ba setse ba beile ditema. Mme Dikgang o tsweletse ka go bolela fa dijwalo tse di neng di tshubilwe ke letsatsi jaanong di boetse mo seemong se se itumedisang mo ebileng di tshwanetswe go ka tlhagolelwa mohero. A re le ntswa balemi ba semeletse mo temong ka go dirisa lenaneo la ISPAAD, o tshwenngwa ke dikgomo tse di sa tlhokomelweng ka jaana di senyetsa ba bangwe dijwalo mo masimo. Kwa Kodibeleng, Kgosi Gofaone Khukwane wa motse oo, o boletse fa batho ba masimo a Kwapeleng le Ramantswe ba tshwere ka thata go lema masimo a bone pele ga malatsi a letsema a wela kgwedi eno ele lesome le botlhano. Kgosi Khukhwane o rile le ntswa bontsi jwa batho ba na le keletso ya go lema sebe sa phiri ke tlhaelo ya digogi di tshwana diterekere, ditonki ga mmogo le dipolantara. BOKHUTLO society 9 Ba re tshekatsheko ga e tsamae sentle Baagi Tati Siding, ba ngongorega ka go re basekaseki ba batlhoki ga ba tsenye leitlho mo go lekaneng ka gore ba rontsha bangwe ba batho ba ba tlhokang thuso mme ba neele ba ba botoka dithuso. Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Samson Gumamo bosheng. Mongwe wa bone, Mme Khungwana Bobi, o ngongoregela gore o emisitswe go thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng ka go twe o neetswe ditente, ditilo le ditafole ke ba lenaneo la nyeletso lehuma. Baagi ba ngongoregile ka ditlhabololo tse di saletseg kwa morago kwa motseng wa bone le go tlhoka go olelelwa matlakala. Bagolo bangwe ba ne ba ngongoregela gore ga ba letlelelwe go tsena mo lenaneong la SHHA, le fa ba na le bokgoni jwa go busa madi, go twe ba kope bana ba bone go mo adimela madi ao. RreGuma o ne a tlhalosa gore bagolo ba letlelelwa go kopa bana ba bone go ba adimela madi ka gore dingwaga tsa bone ga di ba letle go adima madi. O ne a solofetsa baagi bao gore o tlaa ikopanya le tona gore go rulaganngwe thutopuisano mo kgaolong eo. O ne a tlhalosetsa baagi gore kgaolo ya botlhophi ya Tatisiding e kgaogantswe gabedi, a kopa batlhophi gore ba ipaakanyetse diphetogo tseo. BOKHUTLO politics 7 Kgosi wa Lekgwapheng a kopa boralekgotla Motshwaralela bogosi jwa Kotolaname kwa kgaolong ya Kweneng, Kgosi Tsogolame Motanka, a re ga a jesiwe diwelang ke boitsholo jwa banana bangwe kwa motseng oo. E rile a a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Motanka a supa fa a sa itumedisiwe ke gore banana ba inaakantse le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi selo se a reng se tlhotlheletsa dintwa le tiriso ya matlhapa. A re bosheng jaana, ba begetswe dikgang tsa botlhoka tsebe le go tlhoka go tlotla bagolo tse tsotlhe di neng di diragalela kwa maitisong kana kwa malwapeng. Kgosi Motanka a re le fa go tshelelwa mo nakong ya diphetogo, batsadi ba tshwanetse go ela thoko ditsela tse ba godisang bana ka tsone. A re mo molaong wa maloba, motsadi mongwe le mongwe o ne a kgalema fa bana ba fapoga. Mme mo nakong ya gompieno ke matlhabisa ditlhong ka jaana bagolo bangwe ba fitlhelwa mo mafelong a go rekisiwang nnotagi teng ba nwa le bana. Ka jalo ba retelelwa ke go kgalemela bana ba. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Motanka o kaile fa bogodu jwa leruo, bogolo jang jwa ditonki bo ile magoletsa mme go lebega bontsi jwa badira molato e le beng gae le ba masimo a a mabapi. O boletse fa dirukutlhi tse di dirile masaka mo sekgweng kwa di bolaelang leruo teng. Kgosi Motanka o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke baratani ba a reng ba nna botlhe jaaka monna le mosadi mme basa nyalana mme e re ba nna le kgotlhang go nne thata go ba agisanya, ka jalo a kopa batsadi go emela seemo se ka dinao ka go ba rotloetsa go nyala. Bokhutlo politics 7 Dipompo tsa dikarata di sokodisa banni Baagi ba Malatswai kwa kgaolong potlana ya Serowe ba re go simolodisiwa ga dipompo tsa morafe tse di dirisang dikarata go ba beile ka fa mosing. Ba supile se mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa-tona wa lephata la botsogo, Dr Gloria Somolekae bosheng. Banni bao ba tlhalositse fa tshwetso ya go simolodisiwa ga dipompo tseo e itlhaganeletswe . Ba tlhalositse gore khamphani ya ditirelo tsa metsi ya Water Utilities Corporation e tswetse dipompo tse dikgologolo ntswa tse di dirisang dikarata dile palo e potlana go nosa motse, Seemo se ba supileng fase baka gore ba tsamae mesepele e meleele go batla metsi. Mo godimo ga moo ba re ga gona ko ba tsenyang teng madi mo dikarata tseo, tse di dirisiwang go bulela metsi mo dipompo tseo,bare ba kompone ya ditirelo tsa metsi ba sale ba ba solofeditse go kopela dimachine (recharging machine ) o o tsenyang dikarata tseo madi mo dikgwebong dingwe tse di mo motseng oo mme nako kgolo ke eo. Ka go tlhokiwa setlankana sa motse gore motho a fiwe karata e e gang metsi mo dimpompong tseo bare se se baya banni bangwe ba ba senang ditankana tsa metse ka fa mosing. Bontsi ba batho ba ba senang ditlankana tsa metse ba re ke ba ba neng ba fudusiwa go atumela ditlamelong. Mongwe wa ba ba neng ba supa matshwenyego ka dipompo tsa dikarata ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse,Rre Kenakgang Makeshane yo o supileng fa bangwe ba sena ditlankana tsa metsi ka bane ba fudusiwa kwa dipolaseng go atumela ditlamelo. Makeshane a re seemo se se babalela batho bao ka go tlhokana le setlankana sa motse gore motho a kgone go abelwa karata e e bulelang metsi. Mongwe wa batsena phuthego yo o ikaileng ele ,Rre Gosalamang Motsomelo o supile fa ba sale ba solofeditswe gore gotla bewa dimachine tse di tsenyang madi mo dikarateng tse di bulelang metsi mo marekisetsong a a mo motseng mme le motha ono ga go ise go nne jalo. Rre Motsomelo one a thalosa gore palo ya dipompo tse di dirisang karata ga e a lekana go nosa banni ba koo. Fa a tsibogela matshwenyego a metsi ,modiri mo komponeng ya ditirelo tsa metsi a dira ele Pompara kwa motseng oo,Rre Tshoganetso Gaboitsewe yo o tlhalositseng fa tshimolodiso ya dipompo tsa dikarata ele tsela ya go somarela metsi a re ntswa dipompo tse dikgologolo dine tsa tswalwa tsothe dingwe dine tsa bulwa gape. Rre Gaboitsewe a re tswetso ya go tswala dipompo tse dikgologolo go isi go okediwe palo ya dipompo tsa dikarata e ene le phoso go tswa mo komponeng ya bone. O tlhalositse fa dipompo tse di butsweng di tla tswelela di nosa batho go fithelela thulaganyo ya go fetole dipompo tsothe gore e nne tsa dikarata e wela. A re thulaganyo ya go tisa dimachine tse di tsenayang madi mo dikarateng kwa Malatswai e santse e sa kgonafale ka go sentse go sekwa sekwa tshireletsego ya madi a kompone fa dimachine di bewa mo marekisetsong kwa motseng oo. A re mo nakong eno, kompone ya bone e tla kgwedi le kgwedi go tsenya madi mo dikarateng tsa bareki ba metsi kwa motseng oo. Fa a tswa la gagwge,Mothusa-tona wa botsogo Mme Somolekae o ne a solofetsa baagi ba koo gore otla tsaya kgang ya metsi go ya go e rolela tona oo lebaneng ebong ,tona wa Meepo,kgotetso le metsi ,Rre Kitso Mokaila. Mme Somolekae o ne a supa fa go tshwanetswe go dirwa thulaganyo ya gore batho ba kgone go tseya madi mo dikarateng tseo nako nngwe le nngwe fa madi a fedile gona le go emela kgwedi gore e fele. A re go emela gore kgwedi e fele go baya banni ka fa mosing ka madi mo karateng a kgona go fela nako nngwe le nngwe,gape batho ba nna le madi ka nako tse di farologaneng.Bokhutlo society 9 Mebala ya kgaka e bonwa dikgakaneng Phepafatso ya mmele le ya tikologo ka kakaretso e botlhokwa thata mo baithuting. Mo potsolosongbosheng, motsadi, Mme Chandapiwa Besi, a re go bothokwa gore motsadi a nne le seabe mo tebegong ya ngwana fa a ya kwa sekolong. O tlhalosisitse gore go tlhoka go mo tlhapisa go ka baka makoa al e mantsi mo mmeleng wa ngwana gape a seke a dire sentle mo dithutong tsa gagwe. A re malwetsi a tshwana le motshweetshwee, dikwaba, go bola ga meno le go onala ga letlalo. Ka mangwe a one a tshelanwa se se ka baya baithuti ba bangwe mo diphatseng. Mme Besi yoo e leng motsadi gape a bereka tiro ya go kgweetsa dipalamo tsa sechaba (taxi), are le fa tiro ya gagwe e mo tlama gore a nne fela ale mo tseleng gape a theogela ka makuku a naka tsa kgomo ga alebale go thlokomela bana ba gagwe. A re moso le moso o tlhomamisa gore pele ga aya go theogela o baakanyetsa ngwana wa gagwe tse a ditlhokang,o a motlhapisa, o gatisa paka ya sekolo a bo a baakanya le sese ka isiwang maleng . A re mo malatsing a gompieno bana ba fitlhelela diemo di tswana go tsena mo setswalong ka bonako ka dingwaga tse di kwatlase. Ditla morago tsa diemo tse di kgona go baka monko wa mmele o sa tlwaelesegang. Mme Besi o ne a bua a remeletse thata ka tlhokomeleo ya bana ba dikolo tse dipotlana, ka are baithuti ba santse ba le bannye go ka itirela dilo ditshwana le go gatisa diaparo le go ikama le tse dingwe fela jalo. A re moithuti o tlhoka tikologo e phepa, e bile le ene ale phepa. A re ntleng le tseo ngwana o kgona go lebagana le dikgwetlho di tswana le kwelo tlase ya maikutlo, a sa phuthologe ga ana le balekane ba gagwe. O boletse fa go tlhokomela ngwana ele go supa lorato le go mo looletsa isago ya gagwe fa a setse a godile. Mme Besi a re ngwana ke moko wa sechaba,sekolo se oketsa moko ka thuso le thotlowetso ya barutabana, le kemonokeng ya botsadi ko malapeng, fa puso e le pinagare ya maloko otlhe aa amegang. A re o kopa batsadi gore banne ba tlhodumela matshelo a bana ba bone gangwe le gape, go tila malwetsi a masesanyane a bakwang ke go tlhoka bophepa mo mmeleng le tikologo. Ka wa ise o sa ele mme Besi a re ka dinako dingwe o e tle a thuse ba ba dikobo dikhutswane ka go ba fa melora. A tlhalosa gape gore bana ke ba mongwe le mongwe a kgetsi ya tsiee e tshwaraganelwe. Ga a motswa dikgaba Rre Pono Mogibelo modiredi yo tlhokomelang dikago a re o kopa le borre go tsenya letsogo mo phepafatsong ya bana le tikologo, a mrlwalo o se kgarame lediwe mo go bo mme fela. Rre Mugibelo a re Botswana o itlama go fitlhelela nngwe ya matshego tsa tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 . A re ga go le jalo botsadi bo ka kgaba ka bana ba bone ka “mebala ya kgaka e bonelwa mo dikgakaneng” ba iphe nako le bana ba bone gaba ya sekolong. A re se se ka thusa le go fokotsa kanamo ya malwetsi a masesanyane a ko phelelong a ka bakang malwetsi a matona.BOKHUTLO environment 5 Sabata e bontsha ba-na-le bogole lorato Kgosi Letsogile Molaodi wa Mmadinare o kopile batsadi ba ba santseng ba tswaleletse ba-na-le bogole mo matlong go ba ntshetsa mo pontsheng gore se kgone go ba amogela le gore ba akole dithuso tse di ba lebaneng. O buile jaana bosheng jaaka maloko a kereke ya Sabata e ne e abela ba-na-le bogole dikoko le dipodi kwa Mmadinare. Kgosi Molaodi o ne a supa fa kereke ya Sabata e reeditse e bile e diragatsa se puso e se batlang gore setshaba le dikompone di thuse go tlhabolola matshelo a batho ka itsholelo ya lefatshe e ka seka ya kgona go fitlhelela mongwe le mongwe. Kgosi Molaodi a re lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le dikotsi tsa dikoi, dipolaano tsa marato tsa banana le letlhoko la ditiro, ka jalo seabe sa dikereke se tlhokafala go thusa puso go lwantshana le diemo tse. O ne a galaleletsa kereke eo mowa wa bone wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba seng lesego. E rile a ala maikaelelo a letsatsi, Moruti Modiri Mokobela yo o neng a rulaganya tiro eo, o ne a supa fa Kereke e setse morago ditiro tse di neng di dirwa ke Jesu Keresete jaaka di senotswe mo Baebeleng. Moruti Mokobela o ne a supa fa Jesu a ne a sa dire tiro ya thero fela mme a ne a ba abela dimpho tse di neng di fetola matshelo a bone. O ne a supa fa mogopolo wa go thusa ba ba tlhokang o tsile morago ga bokopano jwa maloko a kereke jo bo tsereng dibeke tse pedi kwa ba neng ba dumalana go ntsha se ba se tshwereng go thusa ba-na-le bogole. O tlhalosa fa ba ne ba kgona go kgobokanya dipodi di le lesome le phelefu, dikoko di le masome a mane tse di neng tsa abelwa ba ba maleba. Moruti Mokobela a re ba ne ba dira dithulaganyo tsotlhe jaaka go rerisana le bogogi jwa motse bo tshwana le magosi le ba boipelego go ba neela maina a ba ba tshwanelwang ke go thusiwa. Mongwe wa bagolo ba kereke, Moruti Edward Keofithile o ne a supa fa kereke ya Sabata e tswa kgakala e aba dimpho di tshwana le melora le diaparo, mme mo nakong ya gompieno ba bone go le botlhokwa go aba leruo le batho ba ka kgonang go ithusa ka lone mo nakong e e tlang. Moruti Keofithile a re ka fa dikereke di tsweletseng ka go thusa puso go tlhokomela setshaba ka teng, go supa kgolo ya sekeresete mo lefatsheng la Botswana, mme a kgothatsa maSabata go tsweledisa mowa wa lorato. O ne gape a kgothatsa ba ba maleba go tlhomamisa gore dimpho di tsena mo matsogong a beng ba tsone, e bile ba ba abetsweng ba tlhokomela se ba se filweng gore di ntsifale. BOKHUTLO society 9 Maduo a ditlhatlhobo a wetse tlase Dikole tse dipotlana tsa kgaolo potlana ya Palapye di le 16 mo go tse 37 di kgonne go fitlhelela seelo se se beilweng sa 76% le go feta , ka matshwao a A,B le C, fa tse 21 tsone di le kwa tlase, mme seo se digela kgaolo yotlhe mogo 72.29%. E rile a lekodisa makhanselera a kgaolwana potlana ya Palapye a a ntseng a le mo bokopanong ja beke, mogolwane wa tsa thuto wa kgaolo potlana Rre Kedikilwe Kedikilwe a re go nnile le kgolo ya 3.9% fa go tshwantshwanngwa le maduo a 2012 a a neng a le kwa tlase fela thata ka 68.3% kgaolo yotlhe. Rre Kedikilwe o supile fa dikole tse dipotlana tsa Moeng le Mokgware e le tsone di pasitseng ka 100% ka A,B leC, di bewa mo maemong ao ke gore ga di na palo e ntsi ya bana. Fa maduo a mophato wa boraro a dikole tse dikgolwane tse di lesome le bobedi , a supa fa di sa dira mo go nametsang, ka gonne mo baithuting ba le 1 828 ba ba neng ba kwala, go fentse bana ba le 721 ka matshwao a A,B le C, fa bontsi bo wetse mo go D,E le U. O tsweletse a re,bana ga ba a dira sentle mo dithutong tsa temo-thuo, mme a supa fa dipalo tsa basimane di tsweletse ka go wela tlase fa ba bapisiwe le basetsana. O ile gape a re mosuke wa bana mo matlong a borutelo o ne wa pateletsa gore matlo a dithuto tse di faphegile a diresediwe go rutela go fokotsa one mosuke oo, le go oketsa dipalo tsa bana. Rre Kedikilwe a re mosuke oo, o fa barutabana nako e khutshwane ya go ka thusa ngwana, sengwe gape se se ba kgobang marapo ele dituelo tsa nako e e okeditsweng tse di wetseng tlase go ya ka molawana wa bodirela- puso wa 2008. O ne a re mafelo a borutelo le one ga a mo seemong se se itumedisang, mosuke, tlhaelo ya di dirisiwa, bodiredi jo bo sa ikaelelang go dira ka natla gammogo le tlhaelo ya boroko . Rre Kedikilwe o ne a supa maiteko a lephata la thuto a tshimolodiso ya go rutuntsha bana ba ba dingwaga tse nne le sephato go ya kwa go tse tlhano, ka maikaelelo a go ba sugela mophato wa ntlha. A re mo kgaolong ya gagwe dikole di le tlhano ke tsone di tla a simolodisang lenaneo leo, fa barutabana ba setse ba rometswe go ya go ikoketsa gore letle le atolosetswe kwa dikoleng tse dingwe. O tlhalositse ka lenaneo la “adopt a school”, a re mo kgaolong ya gagwe dikole di le 18 di bone ba ba di itseetseng ka bagakolodi (mentor) ba le27 le ba ba ntshang dithuso (donors) ba le 62. A re mo nakong eno, boikuelo ja bone ke go bona dikole tsotlhe di ikabetswe, le gone go baya monwana mokwalo wa ditumelano gore tshwaragano e tsamaye ka thelelo. O bile a re lephata la thuto le tlhabololo dikitso le na le lenaneo la bana ba ba gaisitseng ka matshwao a a kwa godimo, mme le itebaganya le gore bana bao ba thusiwe go tsaya dithuto tse di ka tokafatsang seemo sa itsholelo ya lefatshe leno jaaka tsa madi, boranyane ja kgwebo, tsa maranyane, bongaka le maranyane le tsa maranyane a di tsa tlholego. Fa a itebaganya le dithuto tsa bana ba ba sa tseneng sekole, o ne a re ke lenaneo le le diretsweng go tokafatsa kitso ya bone le gone go ka ba tokafaletsa matshelo ka go ba ruta go bala le go kwala. E rile ba akgela mo maduong ao, makhanselara ba re ke matlhabisa ditlhong mme ba re tona wa thuto a ithole marapo. Mokhanselera wa Maunatla Rre Samuel Morebudi, Rre Charles Mabjweng wa Lecheng, le Rre Jordan Makhura wa Morupule ba ne ba papamala ba re tona o paletswe ke lephata la thuto a tsamaye. Mokhanselera Victor Malete yo o itlhophetsweng ene o ne a re ,kwa kgaolong ya gagwe barutabana ba sekole se se botlana ba dira sentle thata, sebe sa phiri ke ba dikole tsa mophato wa boraro. A re bana ba teng ga ba na botho, mme a supa fa mekgatlho ya barutabana le yone e na le seabe mo go weleng tlase ga maduo ka jaanong go utlwiwa ka yone fela. O ne a re ka bagokgo ba dikole tseo ba tlhatlositswe maemo, ba fiwe boikarabelo ja go seegela fa thoko barutabana ba ba katang tlhogo ka go se tle tirong sentle. Mokhanselera Mme Phuthego o ne a iteela kobo moroko mafoko a go sa direng sentle ga barutabana, a re bangwe ba nwa fa pele ga bana. Mme Phuthego o ne a re lekwalo la ntlha kwa dikoleng tse dipotlana le rutwe ke bagolo e seng banana, a re fa go ka tswelela go ntse jaana maduo a ya go nna fela ale kwa tlase. Mokhanselera wa Radisele Michael Motshidi le wa Mogome Rre Gomolemo Ponatshego bone ba ne ba re, barutabana ga ba itumelele tsamaiso tsa thuto, ba tlatsa ka gore go sa duelweng sentle le lone letlhoko la boroko ke dintlha dingwe tse di tshwenyang barutabana. Ba re badira molao ba tle ka lenaneo le le tsepameng go tokafatsa seemo sa thuto. Bontsi jwa re bodiredi ka kakaretso bo tlhoka tshidilo maikutlo morago ga ngalo ditiro ya 2011. Ba supa fa bodiredi bo sa ntse bo tutetse, ba bereka ka matsadi le maikutlo a a kgoberegileng, ka jalo ga gona maduo ape a a botoka a ba tla a ntshang , fa bangwe ba re boeteledi pele bo tle ka tharabololo ya mathata a thuto. Mokhanselera Turkson Rantape wa Khurumela ene one a re, lephata la thuto le duelela barutabana malatsi a 26 a ba a kopileng go fedisa kgang, a re o dumela fa seo se ka tokafatsa maduo a thuto mo dikoleng. Mokhanselara wa Mogapi Rre Joseph Dintwa o ne a re, ene o bona thuto ya gompieno e le yone e oketsang botlhoki ka bana ba ba sa fenyang ba ya go nna batlhoki le go bereka mo Ipelegeng. O ne a tshwaela ka gore barutabana ba gompieno ke bana le bone ba na le tshwanelo ya go ijesa monate morago ga tiro ka ba santse ba ija bonana. O ile a re ke ngwaga wa borataro badirela- puso ba sa okelediwe madi mme go solofelwa gore ba dire ka natla, a tlhalosa gore ga gona motho yo o ka ntshang maduo a sa itumele. Fa a ba kgwa dikgaba mothusa mokwaledi mogolo wa khansele potlana Rre Poti Molefhi, o ne a akgola makhanselera a re ba supile botsadi fa ba akgela ka kgang ya thuto le gone go bua ba tsentse marapo dinameng jaaka baemedi ba le bone ba tshwenngwang ke seemo le kwelo tlase ya maduo ngwaga le ngwaga. O ile a gakolola gore lenaneo le le sekasekilweng la thuto le tsene mo tirisong go araba matshwenyego a thuto ka botlalo le gore batlhatlhobi ba dikole ba le tseye tsie go tlhabololo seemo sa thuto. Bokhutlo education 4 Kwena e phamotse ngwana Mapodisi a Kasane ba boloditse letsholo la go batla mosimanyana wa dingwaga tse di supang yo e rileng ka Labone (Jan 16) a gogelwa ke kwena mo metsing. Go ya ka Assistant Superintendent James Kabangu, mosimanyana yoo, go bolelelwa fa ene le ba bangwe ba dingwaga tse di ferang bongwe le lesome ba ne ba romilwe go isa mokwalo kwa Mowana Lodge mme ya re morago ba ya go thuma mo nokeng ya Chobe go lebagana le Impalila Island. A re ngwana o ne a tsena mo metsing mme ba babedi ba ba neng ba na le ene ba bona kwena e mo phamola e itatlhela mo metsing ka ene. ASP Kabungu a re mapodisi a ne a begelwa tiragalo ka nako ya botlhano mme bone le masole gammogo le mapodisi a Namibia ba leka go batla ngwana mme ka go tlhoka lesego a seka a bonala go fitlhelela le phirima. O tlhalositse fa letsholo la go batla ngwana yoo le tlaa tsweledisiwa mosong ono. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dilalome di tsieditse batho Ramapodisi wa Orapa, Superintendent Kabo Badirwang o tlhagisa setshaba ka manweenwee a a dirisang dinomoro tsa Aferika Borwa ba re ba na le khamphane ya Express International Hotel e e rulaganyetsang batho mesepele. Supt Badirwang a re ga go itsiwe gore dilalome tseo di tsaya kae dinomoro tsa batho ba ba ba leletsang mme ba tsietsa batho ka go ba solofetsa go ba baakanyetsa mesepele ya itloso bodutu. O tsweletse a tlhalosa fa batho bao ba kopa dinomoro tse di mo dikarateng tsa dibanka tsa batho ba ba ba tsietsang gore ba ba duelele mesepele ya bone ka nako mme morago ga metsotso ba sena go tsaya dinomoro tseo ba go ge madi a motho. O tsweletse a re ba setse ba na le dikgang tse pedi tse mo go tsone batho ba tseetsweng P2 000 le P1 500 jalo a re fa go na le bangwe ba ba setseng ba ba neetse dinomoro tsa bone tsa dibanka ba itshwaranye le dibanka tseo go emisa tiriso ya dikarata tsa go nna jalo. A re go nna thata gore ba kgone go tshwara dilalome tseo ka go dirwa go sena thulaganyo ya gore batho bao ba direla kae. O kopile setshaba go ikela tlhoko mo go tsiediweng ka madi ka jaana nako e ya ngwaga o fela bogodu jwa madi bo nna kwa godimo. O gakolotse ba metshelo ya madi a a kgaoganngwang ngwaga o fela gore ba tshware madi sentle go fema dikgang tsa go utswetswa madi. Mo go tse dingwe, Supt Badirwang a re le mororo go ne go na le moletlo o mogolo o mo go one kompone ya Debswana e neng e ipelela dingwaga tse di masome a mane le botlhano, ga ba a gatisa dikotsi dipe ka jaana ba ne ba ipapane go thibela ditiragalo tse di duleng mo tseleng. Supt Badirwang a re ba ne ba hupisa bakgweetsi tami e e tlholang selekanyo sa bojalwa mo mmeleng ba le masome a mabedi le botlhano mme mo go bone ba ba fitlhetsweng ka selekanyo se se fetang se se beilweng ba ne ba le lesome, fa a le mongwe ene a ganne go hupisiwa tami, selo se a reng ke molato. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Monna o fitlhetswe a akgega Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng kwa Senete ka Labotlhano. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, a re monna yoo o dirisitse mogala go ikgapela botshelo, mme a tlhalosa fa a tlogetse molaetsa o o reng mosadi a sale a tlhokomela bana. Superintendent Halahala o boletse fa rre yoo a bonwe ke batho ba ba neng ba le mo patlong ya gagwe morago ga go amogela molaetsa kwa tshingwaneng ya gagwe gone kwa Senete, sekgelenyana go tswa fa lelwapeng la gagwe. A re tiragalo eo ba e begetswe ka Labotlhano phakela mme ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo. Ba ne ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatseng sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka. Superintendent Halahala a re o tshwentswe ke ditiragalo tsa go ipolaya mo kgaolong ya gagwe, a tlhalosa fa e le tiragalo ya bobedi morago ga beke. O gateletse gore go ipolaya ga se go rarabolola mathata, mme ke go tsisa mahutsana mo go ba ba salang. O kopile batho go nna ba kopa thuso mo bathong ba bangwe go na le go tsaya ditshwetso tse di tsisang bohutsana mo go ba ba salang. Mo go tse dingwe, Superintendent Halahala a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosimane wa dingwaga tse di borobabobedi go netefaditswe a tlhokafetse morago ga go nwela mo bodibeng kwa Maitengwe. A re mosimane yoo o ne a bala lokwalo lwa bobedi kwa sekoleng se sebotlana sa Mengwe mme o ne a na le ba bangwe ba tshameka gone kwa lefelong leo le le emeng metsi. O boletse gore pele ba ne ba begetswe fa ngwana yoo a sa bonwe mme a ya go bonwa ka Matlhatso. A re ba ne ba ragosetsa mosimane yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatsing sa Kagiso go tlhatlhojwa ke ba bongaka. Superintendent Halahala o ikuetse mo batsading go tlhokomela le go laola metsamao ya bana ka metsi a eme gongwe le gongwe. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bana-le -seabe ba kgothadiwa go anamisa ditlhabololo Ba-na le seabe botlhe ba ba gwebang ka loruo ba kgothaditswe go tlhomamisa gore batho kana makalana otlhe a a nang le sebe mo kgwebong ya nama ba tsenye letsogo mo tlhabololong ya dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le gone go amogana dikitsiso. Mafoko ao, a builwe ke molomaganyi wa tsa tikologo kwa meepong ya Letlhakane, Damtshaa le Orapa, Rre Mbakiso Sebina kwa thuto-puisanong ya ba-na le seabe mo thuong e e neng e tshwaretswe kwa Letlhakane bosheng. Rre Sebina a re ba-na le seabe ba tshwanetse ba bona ka fa ba ka dirisanang ka teng go tlhabolola mhama wa thuo. Rre Sebina a re thuto-puisano eo e tla morago ga gore lekalana la botsogo jwa loruo le nne le seabe mo thulaganyong ya go tlotlomatsa le go nonotsha tlhokomelo ya loruo le dikanoko tsa go tlhabolola loruo le go tlhama mekgwa e mesha ya temo-thuo . A re mogopolo wa go tlhama mekgwa e mesha ya go rua o ikaegile ka go ntsha dithoto tse di dirisiwang tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tlhokwang ke batho ba le bantsi ka ba tlhalositse gore ditlhotlhwa tse di kgonagalang le go inaakanya le bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi, mme ba dirisanya le puso. O tlhalositse gore mogopolo o o dira gore badirisi ba dithoto jaaka barui le ba bangwe ba ba dirisang dithoto le badiri ba tsone, ba itse mosola wa go dira dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo ka ditlhotlhwa tse di kgonagalang . Rre Sebina a re ka maiteko a go tokafatsa seemo sa go ntsha dithoto, puso ga e a ikaelela fela go fokotsa go reka dithoto ka kwa ntle ga lefatshe leno, mme gape go lemoga fa ditswaleruong di le botlhokwa e le kgatelopele e kgolo thata. A re puso e kgaogantse Botswana ka dikgaolo tsa temo-thuo tse di lebaneng go lebilwe gore lefelo le siametswe ke eng. O boletse gore legale go oketsega ga tirisanyo ya itsholelo ya mafatshe go tsisitse tse di molemo jaaka go godisa itsholelo mo mafatsheng a a tlhabologang le fa le gone go na le matswakabele a gone. Rre Sebina a re dingwe tsa dikgwetlho di akaretsa kgaisano e e mashetla, go somarela mebaraka le kgonagalo e e kwa godimo ya gore balemi ba ba botlana ba ka nna ba palelwa ke go gaisana. A re seemo se se ntseng jalo se batla gore botlhe ba ba nang le seabe ba kopanele dikgang tse di ba amang ba bo ba tsee ditshwetso ba le mmogo.O tlhalositse gore di-tsa-temo le loruo di akaretsa ditiro tse di dirwang kwa dipolaseng le kwa metseng ya magae le gone kwa ditoropong tota. Rre Sebina a re dilo tse dingwe jaaka go fetlhiwa ga motlakase tse di leng bontlha bongwe jwa tshomarelo ya tikologo le tsone di botlhokwa mo go tokafatseng thuo. Rre Sebina o ne a ikuela mo go botlhe ba ba nang le seabe mo mhameng wa loruo go tswelela ba dira ka natla gore mhama oo o tle o kgone go gaisanya le mafatshe a magolo a a rekisang nama. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Kanye ba leboga Tautona Banni ba Kanye ba lebogile Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a dirile mananeo a a farologaneng go tlhabolola matshelo a bone le go ba ntsha mo lehumeng la nta e tshetlha. Rre Rabotakwe Mogajane wa kgotla ya Kgwatlheng o buile ka tiro e ntle e Tautona a e dirang go fetola matshelo a Batswana. Rre Mogajane, yo o dingwaga di masome marataro le borobabongwe, a re le ntswa e le mogodi, Ipelegeng e a mo thusa ka dikatso tsa yone a kgona go itirela ka tsone. Go fitlha jaana o setse a kgonne go ithekela dihutshane. A re Ipelegeng e siame ka e berekwa ke mongwe le mongwe, monana le mogolo, a tlhalosa fa tiro ya teng e se bokete. O ne gape a akgola Tautona go bo a okeditse dikatso tsa Ipelegeng. Fa a latlhela la gagwe, Mme Boemo Makgabenyana o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le le siameng ka go simololwa go berekwa phakela mme go tshaisiwe ka nako ya bongwe motshegare. Mme Makgabenyana, wa kgotla yoo Segwetshane, yo e bileng e le monana, o tlhalositse fa Ipelegeng e le mosola thata ebile e thusa Batswana ka bontsi. A re le ntswa dikatso tsa teng di se kaekae, mme lemmenyana leo le kgona go mo tlodisa melapo e tletse. O boletse fa a kgona go ithekela dijo e bile a ikgabisa ka lemme la Ipelegeng. A re o rotloetsa Batswana go dirisa mananeo a puso go itshetsa. Mme Makgabenyana a re go na le mananeo a tshwana le la Tirelo Setshaba, a nyeletso lehuma a tshwana le go rua dihutshane, go rua dikoko, go apaya borotho, go dira meriri magareng ga a mangwe. Mme Masego Nokwane yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgaolong ya Kgosing o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le lentle thata e bile le tlhabolola matshelo a batho ka bontsi. A re babereki mo kgaolong ya gagwe ba bereka ka botswapelo le botswerere. BOKHUTLO society 9 Kgaolo e baakanyetsa ditshupo Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa temo- thuo tsa kgaolo ya Kweneng Bophirima Rre Jacob Lebeko a re dipaakanyetso tsa ditshupo tseo, tse di tlaa tshwarwang ka Matlhatso (Phukwi 25) mo Letlhakeng di tsweletse sentle. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA a tlhalosa fa komiti ya gagwe e eme malala a laotswe go netefatsa gore ditshupo tseo di tsamaya ka thelelo. A re o itumedisitswe ke kgatlhego e balemi ba e supileng ka go tsisa disupiwa le ntswa ba dikile ba sa bona sepe kwa masimong. O kaile fa barua kgomo le bone fela jalo ba kaile fa ba nyoretswe go tsenelela ditshupo tseo go tla go supa leruo la bone. Rre Lebeko o kaile fa tona ya temo-thuo, Rre Patrick Ralostia e le ene a tlaa bulang ditshupo tseo semmuso, mme a re ba rulagantse motseletsele wa ditiragalo jaaka mabelo a dipitse e le go leka go oka setshaba. Rre Lebeko o kaile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le letlhoko la dikoloi go fitlha kwa baleming ba ba kgakala. Le fa go ntse jalo o ne a iteela ba ofisi ya ga molaodi mo kgaolong le ba selemise legofi go bo ba eme komiti e e rulaganyetsang ditshupo tseo nokeng mo dipaakanyong le go ba thusa ka dikgakololo. O kopile morafe wa Letlhakeng le metse e e mabapi go tsenenelela ditshupo tse go tla go ithuta mo baruing ba ba setseng ba le mo kgwebong le balemi ba ba gatetseng pele ka motsalwa pele a boletse a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. politics 7 Mapodisi a tlhotlhomisa loso Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosimanyana wa dingwaga tse supa a fitlhetsweng a kgamilwe ke khubule e a neng a tshameka ka yone. Tiragalo e e tlhomamisitswe ke mogolwane wa mapodisi a a seng a seaparo, senior superintendent Mokwadi Willie. Mosimanayana yoo o ne a dira lekwalo la bobedi. Tiragalo eo e diragetse ka Seetebosigo a le 29. E re dikgang di eme jalo, monna wa dingwaga tse 42 wa Zimbabwe o mo diatleng tsa mapodisi morago ga go fitlhelwa ka dinaka tsa tlou di le pedi. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Gweta senior superintendent Nelson Museke o boletse fa monna yoo, yo o nnang mo Gweta a ne a bonwa a tshotse dinaka tsa tlou di le pedi kwa sekganeding sa tsela kgwedi eno e tlhola letsatsi. Senior superintendent Museke a re mmelaelwa yoo o boletse fa a bone dinaka tseo tsa tlou mo sekgweng mme a seka a kgona go di bega kwa mapodising. crime_law_and_justice 1 Boteti  Brigade e isa ditirelo kwa setshabeng Morutuntshi wa tsa kago wa sekole sa ithutelo ditiro sa Boteti Brigade, Rre Lebopo Mafuta a re dithuto tsa mohuta oo di bogadi bo gaufi. Rre Mafuta o buile jaana kwa Mmatshumo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke ba sekole seo e maikaelelo a yone e neng e le go isa ditirelo kwa bathong le go ba lekodisa ka diphetogo tse disha tsa sekole seo. A re Boteti Brigade e okeleditswe dithuto jaaka tsa didiba tsa NCC, tsa dikgwebo le tse dingwe. Go godisitswe le tse dingwe tse di ntseng di le teng. O ne gape kaya fa maikaelelo a puso e le gore banana ba ithutele ditiro tsa diatla. Rre Mafuta o tlhalositse gape gore sekole sa bone se ya go dirisa lenaneo la ditikologo tse pedi, a re dithuto di ya go simolola ka Phatwe fela jaaka dikole tse dingwe tsa ithutelo ditiro di dira. Rre Mafuta a re ba itshwaragantse le dikhamphani ka go farologana go thusana gore ba ka tlhabolola dithuto tsa diatla jang le go kopela bana gore ba dire ikatiso mo go tsone. A re tiro ya diatla e thata ka gore go na le dithuto tsa sekgowa, dipalo le maranyane, a tlatsa ka go re dipalo tsa bana ba ba batlang sekole di dintsi, ka jalo go dirwa ditlhatlhobo mme go tsewe ba ba fentseng. Mongwe wa banni ba Mmatshumo, Rre Lefetamang Motswaiso a re thuto ya diatla e batla lerato le bopelotelele. Rre Motswaiso a re banana ba bolawa ke gore ba batla dilo tsa bonako, a ba rotloetsa gore ba dirisane sentle le barutuntshi gore ba tle ba tlhaloganye dithuto. Rre Balebi Ketimetse ene a re banana ba bereka Ipelegeng ka gore ga ba bone dikole le tsone tsa diatla tota. O ne gape a re batswakwa ba tletse mo ditirong tsa diatla tse di ka bong di dirwa ke Batswana. Rre Ketimetse ene a re di-brigade di ganeletse mo lekwalong la JC go ya kwa godimo ba tlogela lekwalo la bosupa, ba e leng bone ba kabong ba ithuta tiro ya diatla. Rre Matshidiso o ne a rotloetsa banana gore ba ba sa dirang sentle mo dithutong tse di batlwang ba iteke lesego gape gore ba tle ba kgone go bona sekole. Mongwe wa banana, Rre Veron Bachemi o ne a supa fa dithuto tse di dirwang kwa Boteti Brigade di sa tsamaelane le ditiro tse di mo kgaolongtsa meepo, a kopa gore ba akanyetse go ruta dithuto tsa ditiro tse di dirwang kwa meepong. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mapodisi a kopa tirisanyo-mmogo E re ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, mookamela mapodisi a Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o gwetlhile bagwebi ba marekisetso a nama go ba thusa go fokosa bogodu jwa leruo ka go amogela dikgomo tse di tswang matlhabelong fela. O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba lemogile fa go na le bagwebi bangwe ba ba dirisanang le magodu a leruo. “Seemo se sa go reka leruo le le sa fetang ka matlhabelo ga se a siamela bareki ka ba reka nama e e sa tlhatlhojwang,” a tlhalosa. Rre Ramaabya a re kgomo e e isiwang kwa matlhabelong e supa ka botlalo gore ke ya ga mang, mme se se diretswe go fokotsa bogodu jwa leruo. O tlhalositse fa go se na tirisano mmogo mo go borakgwebo tsa nama ka ba seke ba bega dikgang tsa bogodu jwa leruo. Rre Ramaabya a re barui ba tshwanetse go ikela tlhoko ka leruo la bone ba le fufuletse ka botlhoko, ka jalo ba tshwanetse go bona madi a a botoka fa ba le rekisa. O tlhalositse fa ba ka bona dituelo tse di lebaneng fela fa ba fetisa dikgomo ka matlhabelo. E re le ntswa go dirisiwa methale e e farologanyeng go isa melaetsa kwa Batswaneng, Rre Ramaabya o supa fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsere phekelo e sele ka di oketsega ka lebelo le le kwa godimo. A re e le ba sepodisi ba tsere tshwetso ya go dirisana le ba ba tlhatlhobang marekisetso a dinama gore di mo seemong se se siameng sa go rekisetsa morafe nama. A re go direng jalo ba tlaa bo ba kgona go lemoga dikgomo tse di sa tsweng matlhabelong mme ba tseele badiramolato dikgato. Rre Ramaabya a re o tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tshololwang morago ga go tlhotlhomisa, se a reng ke go senya ditsompelo tsa mmuso. A re seo se ba tshwenya thata ka se ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tsweletseng ka go golela godimo. A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba boele kwa mapodising ka maikaelelo a go tsholola kgang. A re bangongoregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba tsholole kgang ka ba itshwarelanye. O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modiramolato a tswelele ka tshenyo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba Mmutlane ba ngongorega ka boradikonteraka Mongwe wa magosi kwa Maun, Kgosi Leretetse Mogalakwe, o kopile lephata la tsamaiso lefatshe, metsi le kgopo leswe go tswa ka ditsela tsa go somarela lefatshe kwa kgaolong ya Bokone Bophirima. O buile se kwa bokopanong jwa maphata a tsamaiso lefatshe jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun bosheng. A re bontsi jwa lefatshe mo kgaolong ya Bokone Bophirima bo tserwe ke makgobokgobo ka jalo lefatshe la ditsha tsa morafe le a tlhaela. O gakolotse fa go ka tsewa malebela kwa mafelong mangwe jaaka Tlokweng kwa go dirilweng thulaganyo ya gore beng-gae ba beelwe masome a marataro mo lekgolong a lefatshe. Kgosi Mogalakwe o ne supa fa go le botlhokwa gore kwadiso ya ditsha e ame meraka le masimo gore kgolo ya metse e seka ya ama mafelo ao. O tsweletse ka go gatelela gore Maun o na le bokgoni ja go gola mme o tlhoka dithulaganyo tsa lefatshe tse di tsepameng. society 9 Matshego a katlego ya boeteledipele ke merero le tirisano mmogo Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o tlhaloseditse banni ba Shakwe le Taupye gore matshego a katlego ya boeteledipele ke merero e e nang le tirisano mmogo. Mme Tshireletso o buile jaana kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo, jaaka a ne a ba rolela melao e e fetisitsweng kwa palamenteng a bo a tlhalosa fa e ene e le thomo ya bofelo e le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba. Morago ga go nankola dikatlego tsa ditlhabololo tsa metse eo, tse a supileng fa di kgonagetse ka therisanyo le boeteledipele jwa metse, a re go bo e ne e le moeteledipele wa mme ga go a mo ketefalela ka go ne go na le go tlotlana, lorato le therisanyo tse di nonotshang puso ya batho ka batho ya lefatshe leno. Mme Tshireletso a re merero e aga setshaba se se nang le neelano ya kitso le maele le go itse yo o tlhokang go feta. Dingwe tsa tse di neng di tshwenya thata a re e ne e le matlo a badirela puso, letlhoko la dikole, le tsela e e tshwaraganyang kgaolo. A re tshwaragano le komiti ya ditlhabololo tsa motse e botlhokwa go tiisa ditlhabololo. Mme Tshireletso a re o nnile moeteledipele wa popota yo o ntshang maduo ka ba ne ba mo tlotla le ntswa e le bone ba mo rumile kwa palamenteng go nna lentswe la bone. A re jaaka morongwa, o ne a isa mantswe a bone le ene a ise la gagwe jaaka moemedi wa setshaba go netefatsa gore kgaolo e bona tse e di tlhokang. Banni ba mo lebogetse lorato le a le supileng mo kgaolong, ba kaya fa ba ka rata go bona boeteledipele jwa go tshwana le jwa gagwe mo go yo o tlaa tsayang mo go ene. Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi o lebogetse tirasano e a e ba fileng. Kgosi o supile fa banni ba akotse boeteledipele jwa gagwe jo bo ba tsiseditseng ditlhabololo tse di tlaa nnang segopotso sa gagwe. “Re go lebogile e bile re go akotse ka bonana, bontle le go apara ga gago, re tlaa tswelela re go akola,” Kgosi Segotsi a tlhalosa. Rre Gaolathe Kalocha o lebogetse go bo a ithutile go le gonsti mo go ene. A re Mme Tshireletso o ne a sa lebale kgaolo le batho ba yone. A re e nnile mosepele o o neng o na le tshwaragano gareng ga morafe le moeteledipele wa yone, go le botlhoko le go le monate. Mme Constance Letsibogo ene a re Mme Tshireletso o mo rutile gore mme o tshwanetse go nna montle nako tsotlhe, fa modulasetilo wa komoti ya ditlhabololo tsa motse wa Shakwe, Rre Phenyo Karata a re tomagano ya bogogi jwa motse le mopalamente ke yone e tsesitseng ditlhabololo mo matshelong a bone. Mokhanselara wa kgaolo ya Shakwe Makwate le Taupye, Rre Baemedi Kudumane o lebogetse thuto e ba e amuleng mo go Mopalamente Tshireletso. politics 7 Go kgaolwa ga metsi go a tshwenya Mothusa Tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele a re ga a itumedisiwe ke go kgaolwa ga metsi mo dikgotleng tsa kgaolo potlana ya Palapye, bogolo jang kwa Lerala/Maunatlala. Rre Makgalemele o buile jalo fa a buisa phuthego kwa Maunatlala ka Labone. A re seemo sa go kgaolwa ga metsi ga se itumedise, ka jalo se tshwanetse go tsibogelwa. O boletse fa ba ba lebanyeng ba tshwanelwa ke go ntsha pego ya seemo sa go kgaolwa ga metsi mo dikgotleng ba bo ba supa le gore go tlaa tsewa kgato efe. A re o lemogile fa kgang e ya go kgaolwa ga metsi e aname mme a solofetsa banni fa a tlaa e isa kwa go tona yo o lebaneng. Rre Makgalemele o ne a tsibogela kakgelo ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala, Rre Opelo Keseme yo o neng a bolela fa ba kgonne go wetsa kago ya matlo a boitiketso a a dirisang metsi mme a ise a dirisiwe ntateng ya gore metsi a kgaotswe mo kgotleng ya bone. O ne a bolela fa bontsi jwa dikgotla di kgaoletswe metsi ntateng ya go sa dueleng. Mo go tse dingwe Rre Makgalemele o ne a akgolela komiti ya ditlhabololo tsa Maunatlala go bo ba gatetse pele ka go bona gore ba ka tlhabolola banni jang. A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ga di a tshwanela go nna dikomiti tsa Ipelegeng fela, di tshwanetse di itebaganye le dilo tse dintsi tse di tlhabololang motse. A re fa go na le letlhoko lengwe ga le a tshwanela go babalela banni, ka jalo komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go ema ka dinao go bona gore banni ba a thusiwa. O ne a atla kgang ya pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e e neng e bolela fa ba setlhopha se se okametseng ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala ba setse ba tsene mo dipuisanyong tsa dithuto tsa malatsi a le matlhano le ba SPEDU go dira bukana e e ba laolang. A re seo ke kgatelopele ka puso e eletsa go bona metse e tsholediwa ka dikgwebo tse di farologaneng. A re puso e tlhomile lekgotla la SPEDU go direla banni ditiro le go tlhabolola metse. politics 7 Batlhophi kwa Nkange ba lebogelwa go ikwadisetsa ditlhopho Banni ba kgaolo ya Nkange ba lebogetswe go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga oo tlang ka dipalo tse di nametsang. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho kwa kgaolong potlana ya Tutume, Mme Basadi Ntshutelang fa a lekodisa maloko a komiti ya Party Liaison Committee (PLC) e e akaretsang diphathi tsa sepolotiki, maphata a puso le mekgatlho ka go farologana kwa Tutume ka Labobedi. Mme Ntshutelang a re go ikwadisitse batlhophi ba le 15 877, fa go tshwantshangwa le ba le 15 196 ba ba neng ba ikwadisitse ka 2014. A re diphetogo tseo di diragetse thata kwa dikgaolwaneng tsa botlhophi kwa Nkange bokone le borwa ka di nnile le koketsego e ntsi thata. O ne a gatelela gore dikgaolwana tsotlhe tse di mo kgaolong eo di kwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo ga sekete kgaolwana nngwe le nngwe, ko ntle ga meraka le masimo. Mme Ntshutelang o boletse gore lekgotla la IEC le ne le ipeetse seelo sa go feta palo e e neng e ikwadisitse ka 2014, mme a tlhalosa fa ba kgonne seo ka kemo nokeng ya komiti ya PLC. Komiti eo, e ne ya supa fa dintlha dingwe di akaretsa seabe sa batho mo go ikwaditseng ditlhopho, kanamiso ya go ikwadisa le go ruta batho mosola wa go ikwadisa le go tlhopha e le dingwe tse di amang maduo a go ikwadisetsa ditlhopho. Modulasetilo wa phathi ya Botswana Democratic Party kwa kgaolong ya Nkange, Rre Colis Masena, a re bontlhopheng ba ne ba tsisa ketsaetsego mo bathong ka bangwe ba ne ba latela batho mo malwapeng a bone go ba isa kwa mafelong a ikwadisetso ditlhopho. Rre Masena a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go itse seabe sa gagwe mo ditlhophong le go itseela tshwetso gona le gore a latelwe le go isiwa go ya go diragatsa tshwanelo ya gagwe, a gatelela ka gore bontlhopheng bao ba ne ba kopakopanya dilo. Leloko la Alliance for Progressives (AP), Rre Gabriel Tshekiso a re ntlha nngwe e e dirileng gore batho bangwe ba seka ba ikwadisa ke ka gore diphathi di ne di na le ditlhopho tsa peo letlhokwa ka nako eo ka jalo seo sa tlisa ketsaetsego mo bathong. Rre Tshekiso o ne a kopa puso go sekaseka ntlha eo go bona gore ka nako ya ikwadisetso ditlhopho, go nne ikwadiso ya setshaba ya ba lekgotla la ditlhopho fela, mme tsa diphathi di dirwe ka nako e sele go hema ketsaetsego. Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso o ne a kopa komiti eo go ya go abelana melaetsa e ba e amuleng ko bokopanong le maloko a makalana a ba tswang mo go one. A re IEC e ka se kgone go ruta setshaba ka mosola wa go tlhopha ntleng le kemo nokeng ya bone. BOKHUTLO politics 7 Sekole sa Goshwe se lesego - mogokgo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Goshwe kwa kgaolong potlana ya Tutume, Mme Gladys Sereetsi, a re o dumela fa sekole sa gagwe se le lesego thata ka batho ba le mmalwa ba ba amogetseng moono wa lephata la thuto wa ‘Adopt-a-School-Adopt- a-Child’ ba tsweletse ka go abela sekolo seo le go se fa dithuso ka go farologana. Mme Sereetsi o buile seo fa a ne a amogela dibaesekele tse tharo tse di lopileng P1 900, go tswa kwa go Rre Moffat Mabutho ka Mosupologo. O boletse fa Rre Mabutho a supile lerato le go tsweng ngogola fa a ne a abela sekole seo dikhomputara tse dinang le sengwe le sengwe di le nne, thelebisene, dibolo tsa kgwele ya dinao le go abela ngwana yo o gaisetseng mo maduong a lekwalo la botlhano P250 le seetsele. O tsweletse a tlhalosa fa Rre Mabutho a ba lekola nako le nako le ntswa a berekela kgakala. Mogokgo ne a bua jalo a supa fa a lebogela kemonokeng le boineelo jwa gagwe mo go boneng gore baithuti ba sekole seo ba bona maduo a a nametsang. O ne a kaya gape fa gona le bangwe ba le bone ba thusitseng sekolo seo ka go se abela dikhomputara. O ile a leboga mpho eo ya dibaesekele, a bolela fa di tla thusa baithuti bao, ka ba tsamaya mosepele o moleele go goroga kwa sekoleng, selo sa a supileng fa se ne se ama maduo a bone fela thata. Fa a ntsha la gagwe, Rre Moffat Mabutho, o ne a bolela fa lenaneo la go ithaopela go thusa sekole kana ngwana le dirilwe morago ga go lemoga fa dikole le bana ba ne ba sa dire sentle, maduo a bone a wetse tlase. Rre Mabutho a re ka jalo, ba ne ba bona go tshwanetse ebile go lebane gore ba amogele mokgosi o, ka go le gantsi dikole di lela ka didirisiwa kana baithuti ba ba tsamayang sekgala go goroga kwa dikoleng moso le moso. A re ba ne ba bona gore ba thuse dikole, maikaelelo e le go leka go tokafatsa seemo le maduo mo dikoleng. Rre Mabutho o ile a bolela fa maduo a sekole seo sa Goshwe a ngwaga o o fetileng a ne a sa kgatlhise, mme a kopa bana- le-seabe botlhe go tia moko go tshwaraganela thuto ya bana. O ne a kopa barutabana go dirisa thata lenaneo le le teng la go ikakoba mo tirong, go lemoga bokgoni le makoa a bone kana fa ba tlhokanang le go baakanya teng go tokafatsa maduo a baithuti. Rre Mabutho o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka bana ba ba tsamayang sekgala se seleele ba ralala dikgwa le dithaba, a re seo se baya matshelo a bana bao mo diphatseng. E rile a leboga, Kgosi Buyendasi Mbenga, o ne a kopa dikgosi tsa motse go bua le batsadi ba bana ba bone ba sa ntseng ba tsamaya mesepele e meleele, ka go baya bana ba go nna jalo mo diphatseng. Kgosi Mbenga a re mpho eo e ka tswa e thusitse baithuti bao mme ntlheng e nngwe e ba beile mo diphatseng. O ile a leboga Rre Mabutho, a supa fa ele motho yo o tshwenyegang ka matshelo a batho, ka o setse a agetse batlhoki bangwe matlo. A re mpho eo ke kgwetlho mo barutabaneng, ka jalo ba tshwanetse go leka go dira ka natla go itumedisa bao ba ba ba emeng nokeng ka tsela tsotlhe.Bokhutlo education 4 Bayeyi ba dumela go ikemela Bayeyi ba Kachikau ba dumalane le mogopolo wa gore ba nne morafe o o ikemetseng ka nosi e bile o lemogwa ke molao-motheo wa Botswana. Se se dumalanwe kwa phuthegong ya patlo-maikutlo e e neng e tshwerwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele bosheng. Rre Siele o ne a tlhalosetsa morafe fa a setse a tshwere diphuthego le Bayeyi ba bangwe ba ba anameng le lefatshe la Botswana go batla maikutlo a bone ka kgang e, a tlatsa ka go re go lebega le bone ba dumalana le mogopolo. Rre Siele o tlhalositse fa tshwetso e e tshwanang le e e tsaya lebaka go sobolokwa ka a tshwanetse go tsaya megopolo ya botlhe ba ba amegang. O tlhalositse fa a tshwanetse go tsaya tshwetso e a setse morago ditso le tlholego ya Bayeyi. “Puisanyo e ke yone ya bofelo mo patlo- maikutlong ka kgang e,” Rre Siele a tlhalosa. Mme morago ga moo, o tlhalositse fa jaanong ba molao le bagakolodi ba tlaa e sekaseka. E rile ba akgela, banni ba Kachikau ba ne ba supa fa ba amogela kgang e ka tsoo-pedi. Rre Rebatho Selelo o ne a dumalana le mogopolo wa go lemoga morafe wa Bayeyi e le morafe o o ikemetseng e bile o na le kgosi. Monni yo mongwe, Mme Itshokeng Mosweu le ene o ne a tlhalosa fa go se molato go batla kgotla le go batla go lemogwa e le morafe ka ba sa lwantshe ope. “Ga re senke kgosi, re senka go itsewe gore re teng mono,” Mme Mosweu a tlhalosa. Bangwe ba ne ba supa fa mogopolo o, o ka tsisa semorafe mo motseng wa Kachikau. “A le rona re le Hambukushu re tlaa ipatela kgotla le kgosi?” Rre Shenka Sakoneng o ne a akgela jaana. Mme Sikamunga Maswabi ene o ne a gatelela fa bontsi jwa batho ba kgaolo ya Chobe bophirima e le Bayeyi e bile puso e ba diegela ka kgang e. “Jaaka fa o tlhalositse gore kgang e e tswa kgakala e bile botona ba le mmalwa ba setse ba dule mo setilong ba e tlogela, gongwe le wena o tsile go tsamaya o e tlogela e sa fela,” a lebisa mafoko a gagwe kwa go Tona Siele. Rre Oaboloka Mologasele ene a ba a sa itumelele gore ga ba a ka ba rerisiwa ka phuthego e nako e sale teng. Rre Darkie Sethare ene o ne a bolela fa mongwe le mongwe mo Kachikau e le Moyeyi mme ba le kwa tlase ga bongwe mo lekgolong e ka nna Batawana. “Re ntse re gateletswe, gore re bo re se na kgotla kwano ke kgatelelo,” a tlhalosa. O tlhalositse fa ba sa lelele gore ba busiwa ke Batawana, mme fela le bone ba batla kgosi ya bone ya Moyeyi. O ne a oketsa ka go re ba ’bete se molangwana ka bogosi jwa Kachikau ka bo sa buse sentle e bile go na le dikgogakgogano. Rre Baemedi Mologasele ene o ne a ganetsa mafoko a ga Rre Darkie Sethare, a re Batawana ba bantsi. “Ka Darkie ga a bereke le tsa dipalo, 0.01 per cent o mo tsaya kae ka ga se moitseanape wa dipalo. Go ne go supega fa morafe wa Bayeyi o dumalana le kgang e ka bontsi e bile ba supa fa Kgosi Mmualefhe Mmualefhe a ba tsaya ka letsogo la molema. Batawana ba motse o bone ba ne ba supa fa se e se nnete mme ba sa ganane le gore Bayeyi ba simolole go lemogwa e le morafe ka bo one. Rre Siele o ne a fetola ka go re go tla ga gagwe mo Kachikau e ne e se go kgopisa ope kgotsa go gataka ditshwanelo tsa ga ope, a supa fa ba sa bolo go kwala mokwalo Sedimonthole a le lesome le boraro, ba kwalela bogogi jwa kgaolo, ba kopa phuthego mme go lebega kitsiso e sa tsamaya ka tshwanelo. Ka kgang ya go sa jesiweng diwelang ke bogogi, Rre Siele o ne a re o a bona fa phefo e tsene fa gare ga bone mme e tlaa rarabololwa ke bogogi jwa kgaolo pele ga a ka e rolelwa. Mopalamente Gibson Nshimwe, o gakolotse boeteledipele gore ba tlotlane fa pele ga setshaba se ba se eteletseng pele ka ba tlhophilwe ke sone setshaba seo. O ne a digela ka go re Basubiya le Bayeyi ke batho ba le bangwe fela. BOKHUTLO society 9 Molapowabojang o tlaa ipelela go tlhongwa ga kgosi Banni ba Molapowabojang kwa kgaolong ya Borwa ba tlaa ipelela go tlhongwa ga ga Kgosi Kedirile Letshabo mo setilong kgwedi eno e ya fifing. Mo potsolotsong, Kgosi Michael Ratsoma a re mophato wa ga Kgosi Letshabo wa Matlotlakgosi ke one o eteletseng pele dithulaganyo tsa moletlo. A re Matlotlakgosi a ne a tshwenngwa ke gore Kgosi Letshabo o ne a tlhongwa mo setilong ka setu ka 2011, selo se a reng ba ne ba bona se tshwanetse go baakanngwa. Kgosi Ratsoma, yo gape e leng rangwana-a-Kkgosi a re ba tsere nako go rulaganyetsa moletlo o a reng o tlaa kgatlha leitlho go leba. Kgosi a re nngwe ya dithulaganyo tsa letsatsi e tlaa nna go bolela ditso tsa Molapowabojang gore ba tlholega kae ebile go tsile jang gore ba nne mo lefelong leo. A re Batswana go tswa kwa khutlong tsotlhe tsa lefatshe ba gololesegile go tla go ipela le kgosi. politics 7 Bagodi le bana ba amogela dimpho Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Sabata kwa Maun o ne o rulagantse moletlo go abela bagodi le bana kwa metseng ya Sexaxa, Shorobe le Matsaudi diaparo le didirisiwa tsa sekole jaaka dipene, dibuka, dipensele le tse dingwe. Moletlo oo, o ne o tshwaretswe kwa kerekeng ya Sabata kwa Matsaudi ka Tshipi mme bagodi ba le masome a matlhano le bana ba feta masome a supa ba dule foo ba tletse ka monyenyo morago ga go ja dijo tsa motshegare le mokgatlho oo. Fa a bua kwa moletlong oo, mongwe wa bomme ba mokgatlho, Mme Senkamile Molapisi o tlhalositse fa nako ya gompieno go tshelelwa mo lefatsheng la dikgwetlho e bile go sena le one mowa wa lorato. A re ke sone se ba bonyeng go le botlhokwa gore e le bomme ba tsosolose mowa oo ka ba lemoga o nyamela ka bonya. O tsweletse a re nako ya gompieno ke ya gore batho ba kopane ba amogane se ba nang le sone le bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O kopile Batswana go tsosolosa mowa wa bogologolo wa go thusa ba bangwe ba ba kobo dikhutshwane gore le bone ba nne le seriti. Mme Molapisi o ne a fa sekai gore mo malobeng Batswana ba ne ba kgona go beela ba bangwe ditemanyana kwa masimo gore ba kgone go imona. O kgadile mowa wa lefufa a re ga o kake wa isa ope gope a tlatsa ka gore le Modimo ga o rate seo. O ne a kopa batho go emisa mowa wa go itebelela ba le nosi a re ba tshwanetse go nna le mowa wa go aba ka jaana gotwe go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Mme Molapisi a re go neela ka pelo e e bulegileng ke gone mo Modimo a go batlang. Mme Christinah Ledimo yo le ene e leng leloko la Sabata o tlhalositse fa ba kgonne go bona dilwana tseo kwa United Kingdom a re o ne a etetse bana mme a bona batho basweu ba ntse ba phutha ba latlha mo gongwe ba isa kwa mekgatlhong ya baithaopi. A re le ene fela jaaka mme wa tlhwatlhwa yo o fitlhelwang mo lekwalong la ga Ditiro 31 a bona go tshwananela gore a bue le batho bao a kope gore a tle a neele ba ba tlhokang mo kgaolong ya gagwe. O kopile Batswana go ema Tautona wa lefatshe leno nokeng ka jaana a rotloetsa Batswana go thusa ba bangwe gore ba tshele botshelo jo bo nang le seriti. education 4 Letsatsi la bomme le tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo Banni ba Bere ba rotloeditswe go tsibogela boleng jwa letsatsi la bomme ka gore ke lone le bomme ba le dirisang go ipelela tse ba di kgonneng mo go tsa itsholelo, le tse ba sa kgonang go di diragatsa le go bona tharabololo ya tsone. Mogolwane go tswa ko lephateng la Merero ya Bong Mme Opelo Seetso a re ipelelo ya letsatsi le e simologile ko lefatsheng la America fa bomme ba ne ba lwela go tlhoka go tswharwa sentle mo tirong le dituelo tse di nnye ka ngwaga wa 1857, Mopitlo a le 8. A re sepodisi le sesole se ne sa phatlalatsa dipopelelo tse mme bomme ba ne ba seka ba ipona tsapa ba boa gape morago ga dingwaga tse pedi ba tlhamile mokgatho wa pereko kgatlhanong le go sa tshwarwa sentle mo ditirong. A re Mopitlo 8 ka ngwaga wa 1908 bomme ba le 15 000 ba ne ba gwanta mo mmileng wa toropo ya New York ba batla go bereka ka dinako tse di lekaneng, dituelo tse di botoka, tshwanelo ya go tlhopha le go emisa pereko ya bana. Mma Seetso a re lefatshe la Botswana fela jaaka mafatshe a mangwe a maloko a United Nations le itlamile go diragatsa ditumalano tsa dikgang tsa bomme. A re ipelelo ya letsatsi la bomme ke lengwe la maitlamo a go isa molaetsa ko morafeng, a re ka jalo go tlhokana le gore ba amogane maikhutlo le ditharabololo tsa mathata a a lebaganeng le bone. A re mo ipelelong ya letsatsi le dikgang tse di remeletseng mo go bo mme ke tsa nyeletso lehuma, tseo ditshwetso, tsa thuto, tsa botsogo, ngwana wa mosetsana le dikgang tsa kgokgontsho ya bo mme. A re maikaelelo a letsatsi le a mangwe ke go seka seka ka fa tekatekano ya bomme le bo rre e ntseng ka teng. Mogwebi go tswa ko Bogal Investment Celina Bogale a re moono wa letsatsi le wa monongwaga wa “ngwaga tse di masome a mabedi go duwa Beijing, re fa kae?” (Beijing +20: Where are we?”) O tla morago ga phutego ya mafatshe fatshe ya bomme ko Beijing ka 1995. A re puso ya lefatshe la Botswana e ne ya itlama go lwantsha di kgoreletsi dipe tse di bayang bomme ka fa mosing mme go remeletswe mo dintlheng di tswana, bomme le lehuma bomme mo maemong le tseo ditshwetso, thuto le katiso ya bomme, bomme le botsogo, kgokgontsho ya bomme le ditshwanelo tsa bone tsa setho le ngwana wa mosetsana. A re setlhogo sa mono ngwaga se re gwetlha gore re itshekatsheke, re bone gore morago ga dingwaga di le masome mabedi go tswa ko bokopaanong jwa mafatshe-fatshe jwa bomme re fitlheletse eng. Mma Bogale a re lefatshe la Botswana le dira go le gontsi go leka go tokafatsa seemo sa lehuma se se apereng bomme le bo rre ba lefatshe leno. A re puso e tsile ka mananeo a a itebagantseng le seemo sa lehuma. A re lephata le tshwana la Merero ya Bong le ntsha madi a a kana ka P250 000 go thusa bao b aba batlang go tokafatsa matshelo a bone ka go tsena mo dikgwebong, le go bapatsa dithoto tse di dirwang ke bomme ba Botswana lefatshe ka bophara ka go nna le ditsupo tsa bomme tse di dirwang ngwaga le ngwaga e le maiteko a go rekisa le go bapatsa dithoto tsa bone. Kgosi ya motse wa Bere, Kgosi Kebonye Mangongorego a re o lebogela go bo lephata la Merero ya Bong le bo le ba etetse mo motseng wa gagwe go tla go fa banni molaetsa. A re go le Gantsi mo motseng wa gagwe ba itemogela dikgang tsa kgokgontso mo go bomme e le ya motlhale wa di kiteo go tswa mo go bo rre bogolo jang fa go duwa mo marekisetsong a bojalwa. BOKHUTLO society 9 Maake o lela ka metsi a leruo Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, a re thendara ya go gogela metsi kwa Maake go tswa kwa Ncojane e santse e le fa pele ga kgotla ya ditsheko. O buile se ka Mosupologo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Maake. Banni ba Maake ba ne ba lela ka manokonoko a letlhoko la metsi a leruo, seemo se ba neng ba tlhalosa fa se gomagometsa go ba tlogela ba iphotlhere, ka leruo le motega. Mopalamente Monnakgotla a re khamphane ya metsi ya Water Utilities Corporation e tshwere ka natla go isetsa morafe metsi ka dikoloi kwa metseng ya bone ba santse ba letile seemo go boela mo taolong. Mo dikgannyeng tse dingwe o ne a akgolela sekolo se sebotlana go dira bontle mo maduong a lekwalo la bosupa ngwaga oo fetileng, ka jalo, a gwetlha batsadi go tswelela ka go tshwaragana le barutabana. A re tshwaragano eo, e ka tsisa maduo a a nametsang mme seo se tsholetse serodumo sa kgaolo ya bone. O ne a gwetlha ba ba nnileng le lesego la go thusiwa ka mananeo a a farologanyeng ke puso go a dirisa ka fa tshwanelong gore ba tle ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Boipelo Moilwa ene o tlhalositse fa ba setlhile dingwaga ba ntse ba lela ka seemo sa metsi a leruo mme go sena nko e e tswang lemina. Kgosi Moilwa a re seemo seo, se setse se babaletse malwapa a le mantsi ka jaana bontsi ba sena tiro tsa sennela ruri mme ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng. A re mpuru o faretswe ka jaana bontsi bo felela bo tlamega go reka metsi a leruo leo, mme bangwe e le ba ba neng ba filwe leruo ka lenananeo la nyeletso lehuma. A re seemo se ga se thuse go fitlhelela maitlamo a puso ka jaana palo ya batlhoki e tsweletse ka go oketsetsega. Mo go tse dingwe, Kgosi Moilwa o ne a kopa gore ba sekasekelwe ka go tshelelwa lekgarapana mo tseleng e e ba gokaganyang le metse ya Lehututu le Hunhukwe ka jaana mosepele gareng ga metse eo, o se bonolo. A re ba bete se molangwana ka tiego ya go thusiwa ga batlhoki le ba-na-le bogole, segolo bogolo fa go sena go dirwa ditshekatsheko. Ka jalo, Kgosi Moilwa o ne a kopa khansele go tsibogela ditshekatsheko tseo gore matshelo a banni a tle a tokafale. O ne a tlatsa ka go gwetlha morafe go kgaphela dipharologano tsa bone tsa sepolotiki kwa thoko, mme ba nne seopo sengwe ka maikaelo a go isa kgaolo ya bone kwa pele. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Otlhapile Phutietsile, o ne a iteela kobo moroko kgang ya letlhoko la metsi a leruo, mme a supa fa ba ne ba tsentse kopo ya teng mo kgaoganyong ya madi a dikgaolo le gone gore ba agelwe ntlo ya boroko ya barutabana kwa sekolong mme ka maswabi dikopo tseo di sa atlega. O ne a tlatsa ka gore ba tlhoka ntlo lehalahala ka jaana badiragatsi ba sena kwa ba itlhokoletsang teng. Fa a tsibogela dilelo tsa banni, mogolwane go tswa kwa lephateng la ditsela, Rre Innocent Magetse, o tlhalositse fa tsela ya Maake-Lehututu e tlaa tshelwa lekgarapana le mororo e santse e le fa moragonyana. Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Hukuntsi, Mme Segomotso Nkwane, o ne a supa fa ba thubile lebelo go bona gore barui ba Maake ba ka gokelelwa sediba sa metsi a leruo, mme a supa fa ba tshwaragane le ba lephata la metsi ka jaana maiteko a go gokela didiba ka bontsi mo dingwageng tse di fetileng a ne a folotsa ka ntlha ya gore baitseanape ba ne ba supa fa metsi a teng a na le letswai le le feteletseng. Modulasetilo wa khansele potlana ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mmesetse, ene o ne a gwetlha banni gore ba nne ba ititaya ka thupana go kopa dithuso mo dikhamphaneng tse di ikemetseng go ba thusa go itshimololela ditiro dingwe tse ba di eletseng mo motseng wa bone go na le go baya tsotlhe mo khanseleng. politics 7 Puso e tlhatlosa Batswana lick to see more pictures Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kopile batlhophi ba kgaolo ya gagwe go dirisa mananeo a ISPAAD, LIMID, Young Farmers Fund le nyeletso lehuma go tokafatsa matshelo a bone ka go simolola dikgwebo tsa dikoporase. Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o dirile kopo e mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mookane, Mmaphashalala le Dovedale tse mo go tsone a neng a tlhalosetsa banni ba metse eo ka megopolo le melao e dumelanweng mo palamenteng e fetileng. A re ere ka ele maikaelelo a mmuso go nyeletsa lehuma le go lwantsha letlhoko la ditiro, ke sone se mmuso o tsereng tshwetso ya go laela maphata a puso go seegela kwa tlhoko ditiro dingwe tse di ka neelwang banana ba ba kailang mo mebileng le go abela lephata la dikoporase P35, 931.820 go dirisiwa go tsosolosa dikoporase le go tlhama dikgwebo tse di ka direlang banana ditiro. Mme Tshireletso o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba metse eo, fa mmuso wa gagwe o dumelane mogopolo wa go oketsa madi a lenaneo la LIMID go tsweng mo go P20 million goya kwa go P50 million gore Batswana ba kgone go dirisa madi ao go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo ya lefatshe leno le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko. Mopalamente o boletse fa mangwe a mananeo a tla tsweledisiwang go inola Batswana mo lehumeng ele a nyeletso lehuma le Ipelegeng a batho ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ba tlhalositseng fa a diretse bathjo bale bantsi mo kgaolong eo ditiro tse ba itshetsang ka tsone,mme bare ba kopa gore dipalo tsa babereki ba ipelegeng di okediwe. A re ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe le banana ba ka le dirisang go simolola dikgwebo, ke sone se mmuso o dumelaneng go neela banana dikago tsa bogologolo tse di neng di dirisiwa ke mmuso gore banana ba di dirise ele tsa dikgwebo. Mo diphuthegong tseo,banni ba Mookane, Mmaphashalala le Dovedale go balelwa le kgosi Silas Keitumetse, kgosi Captain Kemmapatse Bagatiseng le kgosi Ditodi Namane ba kopile goromente go tsweledisa lenaneo lA Ipelegeng le nyeletso lehuma le go hokoletsa barui ditlhwatlhwa tsa dijo tsa dikgomo kwa madirelong a LAC ka jaana lefatshe leno le wetswe ke leuba monongwaga. Bare ere ntswa lenaneo la nyeletso lehuma le Ipelegeng ane a ka tswela Batswana mosola se be sa phiri ke tiego ya go rekela batho loruo le ba le ikopetseng, dipalo tse dipotlana tsa batho ba ba thapiwang mo ipelegeng le batho ba ba ganang go hirisa ditante tsa batho ba ba di tsereng ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mamabpoi le kgang e tswang goo-lowe ya go tshela tsela e tshwaraganyang metse eo sekontere, Mme Tshireletso o tlhalositse fa puso e dumelane go gopa tsela eo kgapetsa-kgapetsa go fitlhelela mmuso o bona madi a go tlhabolola tsela eo. economy_business_and_finance 3 Dirang ditlhabololo tsa motia - molaodi Molaodi wa kgaolo potlana ya Okavango, Rre Thabang Dikatlholo, o gwetlhile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya gagwe go tlhabolola metse ya bone ka madi a matlo a ba a hirisang. Rre Dikatlholo o gakolotse jalo mo phuthegong ya kgotla ka thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa bathong kwa motsaneng wa Habu. A re fa dikomiti tsa ditlhabololo di ka somarela madi a di a bonang ka go hirisa matlo mo metseng ya bone, ba ka a dirisa go dira ditiro tsa motia tsa ditlhabololo. “Tota nna ke ipotsa gore madi a VDC a ya kae fa lesa a dirise go tlhabolola metse ya lona, mme boemo jwa seo le nna morwalo wa puso ntswa puso e le tlhagoletse tsela ya go ka ithusa,” o boditse jalo. O file sekai se tshwana le go agela bananyana sekolo mo metseng ya bone gore bana ba bone ba sugege pele ba ya godira lokwalo lwa ntlha. Molaodi a re gomo maruding a di VDC jaaka e le palamente ya metse go tla ka mananeo a a nonofileng go tlhabolola metse ya bone gona le goikaega fela ka di thuso tsa puso. Rre Dikatlholo o gwetlhile gape maloko a VDC go tlhabolola matlo a di VDC gore a kgatlhe batho go a karediwa badirela puso mme a ba tsenyetse madi mo letloleng go dira ditlhabolo tsa metse ya bone ka o ne. “Ke itemogetse gore lengwe la mabaka a a dirang gore batho bangwe ba seka bantsha madi a boroko ke gore matlo mangwe aa bo a se mo seemong se se kgatlhang leitlho,”molaodi a tlhalosa. O gakolotse maloka a VDC go dira ditumalano magareng ga bone le ope yoo batlang go tsena montlong ya VDCGo a ka rediwa le badirela puso gore faa sa duele ba kgone go mo ntsha go ya ka ditumalano tsa bone. Lefa gontse jalo, o ga kolotse ba direla puso ba ba ganang go duela matlo a boroko go dira jalo goitsa kgotlhakgotlhano magareng ga bone le botsadi. E ne erile gole pele monnasitilo wa komiti komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Habu, RreAbel Sashoni a ngongorega kwa go molaodi gore badirela puso bangwe bagana go duela boroko ka ba ngongoregela gore matlo ao gaa siama. Erile a a fa malebo kwa Nokaneng, mokhanselara wa Habu/Nokaneng Rre Johnson kazombongo a ngongoregela go tlhoka therisano magareng ga badire ba matlhoko a leruo le baruitebang le polao ya dikgomo tsa bone fa di tsenye mo terateng e e kgaoganyang leruo le diphologolo tsa naga. O gwetlhile puso go emisa go bolaya dikgomo go fitlhelela e baakanya terata e e kgaoganyang leruo le diphologolo ka a re tereta eo e sa le e ole. “Se se re utlhwisang botlhoko le go feta ke gore kwa gotweng leruo le tsenela teng ga gona terata gotlhelele, e sale e digilwe ke di tlou bogologolo selo se se bakang gore le ruo le gobeye gongwe le gongwe ka le sa kgone godupelela gore go kile gab o go na le terata,”o boletse jalo. Rre Kazombongo gape ongongoregetse go bo barui ba sena kemedi fa dikgomo tsa bone di bolawa, ka jalo gona le kgonagalo ya gore dingwe tsa tsone e bo e le tsa mosekela mpeng tse barui ba tsereng madi ka tsone kwa banking ya NDB ka sekoloto go inamola mo leubeng ka ngwaga wa bo 2008. Erile a tsibogela ntlha eo, molaodi a re o maswabi go bo botsadi bo sa rerisiwa, fela a tlhalosa fa badiri bao ba diragatsa molao oo teng go leka gom fedisa kanamo ya amalwetse a leruo go a karediwa jwa tlhako le molomo. politics 7 Batswana ba kopiwa go tsaya dikereke tsia Batswana ba kopilwe go tsaya dikereke tsiya le go di tsena ka mashetla. Se se builwe ke mothusa tona wa Temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi, jaaka a ne a buwa kwa phuthegong e e faphegileng ya dikereke kwa kgotleng ya Shoshong ka Matlhatso. Rre Molebatsi, yo ebileng e le mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, a re lefatshe la Botswana ke lefatshe la sekeresete, mme ka jalo go maleba gore batho ba boele kwa moding wa go tsena kereke. A re lefatshe leno le a kopakopana, ka jalo a itebaganya le bao ba ba tsenang dikereke, a ba kgothatsa go itshekatsheka go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Molebatsi a re sebe sengwe se segolo ke gore bakeresete e le badumedi ka go farologana ba a nyatsana. A re go nyatsana ga go ise gope, a tlatsa ka gore ebile go dira gore bangwe ba tshabe go tsena dikereke, mme moo a re go bolaya go ka boela mo sethong sa botho sa tlholego ya Motswana. O ne a kopa batho gore ba nne le go ikokobetsa, a tlatsa ka lefoko go tswa mo thamageng, le le reng “Fa batho ba ba bidiwang ka leina la me ba ka ikokobetsa, ke tlaa ba reetsa mme ke fodise lefatshe la bone”. A re gore dikereke di bo di ikgogomosa ka gore ‘ke tsone, ke tsone’ go tsisa tobekano ya maikutlo le megopolo. Mothusa tona o ne a kopa gore go nne le popagano ya bakereki go sa kgathalasege gore mang o obama kae kgotsa jang. Rre Molebatsi o ne gape a kopa botsadi go nna bo tsamaya le bana ba bone go ya dikerekeng. A re moo go ka thusa go fokotsa go tlhoka tsebe mo go tletseng thata mo bananeng, a tlatsa ka gore dikereke tse dingwe di setse fela ka bagolo mo matlotleng fa banana bone go se tsapa le ba fisang pelo. Mothusa tona o ne a kopa banana go tsaya tsia go inaakanya le dikgang tsa Modimo, mme ba boele kerekeng, a tlhalosa fa moo go ka ba tsisetsa kagiso mo matshelong a bone. A re e re ba tsena mo kerekeng ba seka ba nna baeng fela, mme e nne batsaya karolo, ba ikgolaganye le bagolo go ba ruta tsamaiso le bone ba fitlhe ba ba gakolola fale le fale. Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o ne a kopa dikereke tsotlhe go tsosolosa sekolo sa Tshipi gore bana ba bannye ba tseye karolo. A re mo dikerekeng dingwe, bana ba kgaphelwa kwa thoko ntswa le bone ba batla thuto ya lefoko la Modimo. A re ba tshwanetse ba fiwe thuto e e ba lekaneng, e ba ka e utlwang mme ba e tlhaloganye, eseng thuto ya bagolo, ka gore ba a bo ba ise ba bulege go ka tlhaloganya mokgwa o bagolo ba rutwang ka one. A re seo se ka aga tshaba ya Botswana e e nonofileng. Rre Molebatsi o ne a abela bagolo ba diphuthego dibaebele, mme a ba solofetsa gore o tlaa ba tsisetsa tse dingwe tsa Setswana di le masome a mane ka Labotlhano wa beke eno. Mopalamente Molebatsi o ne gape a solofetsa gore o tlaa thusa go gokela motlakase wa leobo la kgotla ya Shoshong. Fa a neela malebo mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Phillip Makgalemele, o ne a kopa morafe go tswelela ka go gasa efangedi. A re go boela kerekeng go botlhokwa ka go ka tila diphapaang tse di tletseng lefatshe ka bophara. Le ene fela jalo, jaaka mothusa tona, o ne a kgothatsa ka moono wa gore a bana ba seka ba sala mo malwapeng fa batsadi bone ba ya dikerekeng. O bile a kgothatsa bakeresete gore ba nne le seabe se se tseneletseng mabapi le go thusa mo mehameng yotlhe e akaretsa ya tsa temo, ditlhopho, dikolo, botsogo le tse dingwe ka go farologana. Rre Makgalemele a re phuthego e e faphegileng eo, e ne e na le maikaelelo a go tsena ntlo le ntlwana mo motseng wa Shoshong, go utlwa maikutlo a morafe mabapi le go boela dikerekeng, mme e bile ba rotloetse morafe ka mosola wa kereke mo matshelong a bone. Le fa go ntse jalo, maiteko ao a ne a tlosolosiwa go tshwarwa nako e e tlang mabapi le pula ya medupe e neng e tshologa mo mosong oo. Setlhogo sa letsatsi se ne se re, “Batho boelang kwa dikerekeng”, se mopalamente Makgalemele a neng a tlhalosa gore ke maikaelelo a gagwe go anamisa moono oo mo kgaolong ya gagwe yotlhe ka bophara. Fa a amogela baeng, Kgosi Sejakgomo Ntsaga, o ne a re go botlhokwa thata gore dikereke di tshwaragane. Kgosi Ntsaga a re pula e a tsorotla ka e rapeletswe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ba Motopi ba batla go ipua pele Banni ba Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti ba ngongoregile thata ka tsamaiso ya bogosi jwa ga Mmangwato ba supa fa ba le kgatlhanong le gore ba tsene mo mererong ya bogosi jwa bone. Morafe o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa Mopipi ka Mosupologo (Motsheganong 18), ba supa fa ba le pelo e lefuto ka tsamaiso le ditshwetso tse di neng tsa tsewa fa go tlhongwa Rre Kesegofetse Patelelo go nna kgosi. Fa a amogela morafe, Kgosi Oreagetse Machilidza o ne a tlhalosa fa bone e le morafe o na le boikarabelo jwa go itirela. Kgosi Machilidza o kaile fa Kgosi Mokhutshwane Sekgoma a ne a tlhalosa fa bogosi bo sa tlhatlosiwe maemo. Go supa fa a sa dumalane le mafoko a ga kgosi Sekgoma, o ne a tlhalosa fa kgosi Barontshi Kegapetswe wa Letlhakane a ne a tlhatlosiwa go tsena mo maemong a ga Kgosi Onkabetse Modirwagale yo o neng a ithola tiro, mme Kgosi Ewetsemang Retlhatloleng a mo tlhatlhama, fa Kgosi Tikologo le ene a tlhatlosiwa. A re tsamaiso e e tshwanetse e ka bo e ne ya salwa morago ko Mopipi, mme ka maswabi ga seka ga diragala, se se ka baka gore a ise boikuelo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko kwa Francistown. Fa a tlhalosa ka ditshwetso tsa kgotla kgolo ya ditsheko Rre Galazo Otimilwe, o kaile fa lekgotla le laotse gore Kgosi Patelelo a sute mo setilong, mme kgang e boele ko morafeng wa Mopipi go itlhophela kgosi. Mongwe wa banni ba motse Rre Thopo Nankwela o tlhalositse fa go sa dirisiwa mokgwa o o tlwaelesegileng go tlhopha kgosi, ka kgosi e e neng ya tlhophiwa e ne ya bewa kwa godimo ga yo o ntseng a le mo setilong ka maemo. A re ga ba a fiwa sebaka sa gore ba ka buisana, go dumalana ka leina la yo ba eletsang a ka tsaya maemo ao. Rre Nankwela a re ba batla gore dikgosi tsa Serowe di tswe mo morerong wa bone wa bogosi jwa Mopipi, a supa fa e se gore ga ba batle Patelelo mme a re bogosi bo buiwa ke botsadi. Fa Rre Zarae Mogomotsi a ne a tlhalosa fa keletso ya morafe e le gore Kgosi Oreagetse Machilidza yo o ntseng a le mo setilong a tlhatlosiwe maemo go tsena mo go a ga Kgosi Gakemotho Kgweetsi yo o neng a tlhokafala, a bo a salwa morago ke yo ba tlaa mo sekasekang. Rre Mogomotsi o ne a supa fa se se ka tsisa thitibalo mo motseng wa Mopipi, a tlhalosa fa bogosi e se khiro ya dithutego mme e le ya morafe. Rre Goitsemang Mogomela ene o ne a kaya fa Rre yo o neng a tlhophiwa go nna kgosi, a ne a tshwanetse go nna mothusi wa ga Kgosi Machilidza eseng gore a mo fete ka maemo. Fa Rre Tobelani Gaalaolwe a ne a supa fa leina la kgosi e e neng ya tlhomiwa le ne le ntshitswe ke morafe wa Mopipi, mme a tlhalosa fa dikgosi tsotlhe mo Mopipi di bewa ke bogosi jwa ga Mmangwato. Rre Gaopalelwe Tshegisa o supile fa bone ba sena lefufa, mme kopo ya bone e le gore dikgosi tsa Serowe di ba fe sebaka sa go ipua, a tlhalosa fa ba batla go itsamaisetsa merero. A re ba ne ba amogiwa tshwanelo ya bone mo phuthegong e e neng e buisiwa ke kgosi Serogola Seretse. society 9 Puo ya setswana mo dikoleng e botlhokwa Baithuti ba sekole se segolwane sa Madiba ba gwetlhilwe go dira ka natla go tlotlomatsa puo ya Setswana e go lebegang tiriso ya yone e nyelela ka monokela. Fa a abela batsenelela kgaisano ya polelo ya Setswana dimpho moanamisa mafoko wa kompone ya Botswana Railways, Mme Kefilwe Batsalelwang o boletse fa se e le tumalano ya Botswana Railways le sekole se segolwane sa Madiba, e e simologile ka 1999. O tlhalositse fa nako ya teng batsadi le barutabana ba sekole sa Madiba ba ne ba tshwenyegile thata ka go sa direng sentle ga baithuti ba sekole seo mo dithutong tsa Setswana ka jalo ba tswa ka moono wa go simolodisa kgaisano eo mme ba ya go kopa thotloetso kwa komponeng ya Botswana Railways. O rotloeditse baithuti go ikamanya le kgaisano e ka go ka thusa go tlhabolola matshelo a bone gammogo le go tlotlomatsa puo ya Setswana le gone go somarela ngwao. Mme Batsalelwang o lebogile batsenelela kgaisano eo ka go ba abela dimpho di akaretsa dibuka, sekapa ditshwantsho, dibalamakgolo a bo a abela mogokgo wa sekole sa Madiba mpho ya malebo. Mofenyi wa kgaisano eo, Bakang Dipogiso o ikgapetse sebala makgolo sa maranyane a sesha , fa ba ba mo lomang serota eleng Tefo Zongwa le Hendry Keinetse bone ba ikgapetse dimpho tsa sekapa ditshwantsho mongwe le mongwe wa bone. Mongwe wa barulaganyi ba kgaisano eo, e bile e le morutabana wa Setswana mo sekoleng sa Madiba, Mme Theresa France o boletse gore go botlhokwa go lemoga gore sekole sa Madiba ke sa Setswana ka se eteletswe pele ke mogokgo yo e bileng e le morutabana wa puo ya Setswana, ka jalo sekole seo se na le boitseanape mo tirisong ya puo ya Setswana mme e tshwanetse gore e jwelelele mo baithuting. Kgaisano eo e ne e tshegeditswe ka setlhogo se se reng,’ Seabe sa diterena mo go tlhabololeng itsholelo ya Botswana. BOKHUTLO education 4 Seretse o itumelela kgatelopele Kgatelopele ya mananeo a nyeletso lehuma mo metseng mengwe ya dikgaolo tsa Kweneng e itumedisitse mothusa tona. E rile a bua mo potsolotsong morago ga go etela ditiro tsa nyeletso lehuma di le lesome kwa metseng ya Hatsalatladi le Mahetlwe, Mothusa Tona wa tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse, a lebogela kgatelopele e e supagetseng segolo jang kwa Hatsalatladi. Kwa Hatsalatladi mothusa tona o lekodisitswe gore mo ditirong di supa tsa temo ya merogo mo digotlong, dile tlhano kwa Hatsalatladi le sele sengwe kwa Mahetlwe di dira bontle mo temong ya morogo wa sepinatshe le tamati, ntle le gore gone go lebega di amilwe ke pula. Rre Seretse o ne a lemoga maiteko a mantle a bao ba filweng lenaneo, mme a nyatsa tsamaiso ya go abiwa ga lenaneo mo kgaolong ya Kweneng, ntateng ya bodiredi jo bo maoto a tshupa, ka jalo go kgoreletsa gore bontsi jwa baikopedi ba bone thuso ka nako. Kwa Mahetlwe ke motho ale mongwe yo o setseng a thusiwe ka thulaganyo e, ka gone ga tlhalosiwa fa bontsi bo kgatlhegela thuo ya dihutsane. E re le ntswa a ne a lekodisiwa ka dipalo tse di masome a supa le borobongwe tsa bao dikopo tsa bone di atlegileng, o sa ntse a dumela fa thulaganyo eo mo kgaolong ya Kweneng ele bonya. Mothusa tona a re fela jaaka matshwenyego a le mantsi ka tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong eo, le ene o dumela fa go le gontsi mo go tlhokang go dirwa ke bodiredi go tokafatsa tsamaiso ya lenaneo le gore Batswana ba ba atlegileng ba kgone go le aramela le sa ba tlhabetse. Mothusa tona o akgotse thata bodiredi jo bo rotloetsang mananeo ao kwa motseng wa Hatsalatladi, segolo jang molemisi, Rre Joshua Pagiwa, yo go bolelwang a dira tiro e ntle mo go rotloetseng temo ya merogo Dingwe tsa ditiro tse tona Seretse a neng a di etela ke ya kapei le ya go roka, tseo le tsone goneng go lebega di tsweletse sentle mme bothata jo bo amang badirisi ba lenaneo leo ka bontsi ele go tlhoka mmaraka. Ere ntswa beng bangwe ba ditiro tseo ba ne ba seyo ka mabaka a temo, mothusa tona Seretse o ne a itumedisiwa ke tlhokomelo e neng ya lemosega mo ditshingwaneng tsa bone. Bontsi jwa balemi bao, mo go bone go le Rre James Kebonyekgomo, ba lela ka nngadule le sebokwana, ba tlhalosa fa di kgoreletsa maiteko a go ntsha thobo e kgatlhisang. Modiredi mo lenaneong la nyeletso lehuma kwa metseng ya Mahetlwe le Hatsalatladi, Rre Kenyaditswe Seanneng, a re thulaganyo ya thuo ya dihutshane kwa metseng eo e kgorelediwa ke gore barui ba setse ba le bete se molangwana ka go rekisetsa lenaneo leo dipodi, ka jaana ba ngongoregela tiego ya dituelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Moruti Lesole o abela bagodi "Mogolokwane o ne o lelela boatleng kwa Kanye fa Moruti Lesole Lesole wa kereke ya Pentecostal Holliness Church le ba lelwapa la gagwe ba abela bagodi dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya melora. Bannabagolo le basadibagolo ka dithobane, dikuane le megagolwane ba ne ba tlola ba bo ba relela, fa ba amogela dikobo tseo tse di itsegeng thata ka leina la ‘’Puma’’ ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa. Mothusa kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, o ne a bolelela bagolo bao ba ba neng ba abelwa dikobo gore ba di apare ba bo ba di tlhatswe ka melora e ba e neetsweng. O boletse fa ba abetswe dimpho tseo ka gore ke bagodi ba ba bereketseng lefatshe la Botswana go nna se e leng sone gompieno. Kgosi o boletse fa go na le bana bangwe ba bone ba ba amogang bagolo ditsabone, a kopa gore fa bana bangwe ba ba rontsha ditshwanelo tsa bone ba begele ba bogosi gore dikgato tse di gagametseng di tsewe. O akgotse moruti le ba lolwapa lwa gagwe go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko mo bagoding, le go mo rotloetsa go tswelela a dira jalo. O boletse fa a dira nngwe ya dipilara tsa tebelopele go ya ko ngwageng wa 2016, e e reng ""Tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e kgathalang’’. ""Moruti wa me o setse moono morago wa gore motsadi ga se wa tlholego fela, mongwe le mongwe ke motsadi wa gago’’, kgosi Telekelo a bua jalo. Fa a ntsha la gagwe moruti Lesole o ne a bolela fa go segofadiwa letsogo le le abang go na le le amogelang. Moruti o boletse fa ba ntshitse dimpho tseo ka botswapelo, go leboga bagodi mo Kanye ba ba dirileng ledulo le le monate mo Botswana. Moruti a re madi a ba neng ba reka dikobo tseo ka o ne ba ne ba thusiwa ke batho fela mo motseng, ba sa ntshe mo dipateng tsa bone. O boletse fa e le mpho ya modimo. Bagolo bao ba ne ba leboga thata go menagane ba bolela fa e le tshegofatso ya modimo. " religion_and_belief 8 Go fitlhetswe setopo Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng setopo sa monna mongwe, se se neng se setse se senyegile, kwa motseng oo. Mo potsolotsong, mapodise a Tutume a boletse fa e rile ka Mosupulogo ba kuelwa mokgosi, o o neng o ba tsibosa fa go na le setopo se se senyegileng kwa sekgweng gaufi le kgotla ya Magapatona. Go ya ka Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana, ba ne ba begelwa tiragalo eo ke bangwe ba ba neng ba ile go epa mantswe a konkoreite fa lefelong leo mo maphakeleng a Mosupologo. O boletse fa setopo seo se nyerile mme go supega fa ele sa motho senna, a ka tswa a le fa gare ga dingwaga tse masome a mabedi go ya kwa go masome mararo. Detective Assistant Superintendent Nkhwanana o tlhalositse fa setopo seo se ne se le mo lehuting le go epiwang mantswe a konkoreite mo go lone, le le neng le sa katelwa, le sone setopo se ne se sa apara sepe, fa e se borokgwe jwa ka kwa teng. O ne a tswelela a bolela fa ba isitse setopo seo kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka. O ne gape a tlhalosa fa ba ise ba amogele dikgang dipe kwa ofising ya bone, tsa motho wa rre yo o ka tswang a timetse. O tlhalositse fa ba amogetse boikuelo jwa motho wa mme fela, yo go bolelwang fa a sa bonwe. O ne a kopa gore batho ba nne ba itlhwatlhwaetsa go bega nako e sale teng fa ba belaela mong ka bone a ka tswa a timetse. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Bakgatla ba gakologelwa kgwedi ya Phatwe Kgwedi ya Phatwe e bolelwa e humile ditso tsa tlholego ya Bakgatla. Mo potsolotsong le A re Kruger o ne a kgwathisetsa Kgosi Kgamayane gore o ne a gana ka Bakgatla gore ba ye go berekela lefela go aga letamo la Mphebatho kwa Moruleng. Kgosi a re se, se ne sa seka sa mo tsaya sentle gore batho ba gagwe ba bereke go sena dituelo, mme ga baka gore a ba tseele dithupa mo go Kruger. “E rile Bakgatla ba bona kgosi wa bone a kgwathisiwa ba hutsafala, mme ba tsaya tshwetso ya go fuduga kwa Moruleng,” ga tlhalosa Kgosi Segale. A re go yeng ka ditso, ka 1869 beke ya ntlha ya Phatwe, Bakgatla ba ne ba phutha tse e leng tsa bone ba furalela motse wa Moruleng. A re mo phudugong ya bone, ba ne ba kopana le dikgwetlho jaaka go tlhaelelwa ke dijo le metsi mo tseleng mme ba seka ba ineela. Kgosi Segale a re Phatwe o ne a tlotlwa thata ke Kgosi Linchwe I yo o neng a bone fa rragwe a kgwathisiwa. “Ga twe e ne e re fa o dirile molato e bile o lebanwe ke go kgwathisiwa, a go itshwarele ka a ne a dumela fa Kgosi Kgamanyane a ba tseetse dithupa tseo,” ga bua Kgosi Segale. A re kereke ya Dutch Reformed e ne e gopola kgwedi ya Phatwe ka go tshwara segopotso e bile ba rotloetsa morafe go itshwarelana le gore go rene kagiso mo motseng. A re go gakologelwa kutlobotlhoko ya kgwedi ya Phatwe go ne ga felela ka 1930 ka ba ba neng ba tla fa morago ba ne ba latlha motlhala wa go le gopola. Kgosi Segale a re thuto ya mofuta o e botlhokwa mo kokomaneng ya segompieno ka e ba thusa go anya dithuto le ditso tsa Sekgatla gore ba di somarele, ba tle ba kgone go di arogana le dikokomane tse dingwe tse di tlaa tlang. Kgosi Segale o ne a tswelela a tlhalosa fa kgwedi ya Phatwe e le kgwedi e go tshwanentseng ga rena kagiso mo motseng ka ba gopola khutsafalo e ba kileng ba e ralala e le morafe. A re mo kgweding e go tshwanetse ga itshwarelanwa melato, go tila mewa e e makgaphila e e tshwanang le dipolao gore di seka tsa diragala. A re ba ntlo ya ditso ya Phuthadikobo le ba ngwao e e sa tshwaregeng ba mo dipuisanyong le Kgosikgolo gore e re ngwaga o o tlang ba tshware segopotso sa kgwedi ya Phatwe. BOKHUTLO society 9 Botlhokatsebe ga bo robatse kereke ya Sabata kwa Moshupa Maloko a kereke ya Sabata e go tweng Lepapa Seventh Day Adventist Church (SDA) kwa Moshupa ba sa tswa go bolela fa ba sa robadiwe ke maitsholo a a makgaphila a baithuti mo dikoleng a a feletsang a dira gore ba seka ba atlega mo dithutong tsa bone. Maloko a kereke eo ya Sabata ya Lepapa ba ne ba biditse borre ba malwapa le ba ba mo seemong sa go nna botsadi mo thutopuisanyong ya letsatsi kwa Moshupa kwa sekoleng se segolwane sa Diratsame ka letsatsi bosheng. Maikaelelo a thutopuisanyo ya letsatsi leo e ne e le go buisana ka se se bakwang ke botlhokatsebe jwa bana le gore go ya pele go ka dirwa enge. Moono wa letsatsi e ne e le go aga dipota tsa Moshupa. Mme Ketametso Mathibidi, mongwe wa maloko o boletse fa dikole tsa Moshupa di na le kgwetlho e tona ya bana ba bacgogang metokwane le go nwa majalwa. Mme Mathibidi o boletse fa se se ngomolang pelo batsadi ba seke ba ya kwa dikoleng fa ba bidiwa le fa e le diphuthego tsa barutabana le batsadi. Le fa go ntse jalo, e rile fa ba sugasuga kgang eo banwge ba borre ba ba neng ba tsena mo seatleng ba bolela fa botsadi jwa gompieno le bana ba bone ba sa tshwane ka matshelo le ba maloba. Rre Andrew Moilwa o ne a bua a menne phatla gore bana ba gompineo ga ba itewe fa ba dirile phoso. A re thupa ke yone molemo. O boletse fa kwa dikoleng le gone thupa e le moila. Rre Moilwa a re go na le lekgotla la ditshwanelo le le rotloetsang botlhokatsebe ka gore bana fa go twe ba a kgalemelwa ba re ba na le ditshwanelo. Ba masika le baagisanyi le bone ga ba thuse go lwantsha botlhokatsebe jwa bana ka gore mo go gompienong batsadi ga ba batle bana ba bone ba kgalemelwa. Mongwe wa borre, Mokganedi Monare e ne o tlhalositse fa bagolo bangwe ba itisa le bana bosigo go nowa majalwa fa bangwe ba ratana le bananyana bao. O boletse fa bangwe ba santse ba sa itse molao wa bana, a re ba tshwanetse go o rutwa. Rre Monare o tlhalositse fa bogologolo bana ba ne ba itewa e bile ba ya masimo fa dikole di tswetswe ba reetsa batsadi. Rre Sekosana Sekate ene o tlhalositse fa bana ba gompieno, bogolo jang ba Moshupa ba rekwa fa ba rongwa e seng jalo ba gana go rongwa. Rre Sekate a re le batsadi ba bone ba rotloediwa go rekwa ka madi fa ba rongwa. O tlhalositse fa baithuti ba tsena kwa malwapeng bosigo mme ba dule kwa sekoleng nako e le teng. O boletse fa mapodisi le ba twantsho borukutlhi ba tshwanetse go ba thusa seemo. O boletse fa bangwe ba tswalela bana mo matlong gore ba reke majalwa le go goga metokwane le ditagi tse dingwe. E ne e rile go le pele mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Diratsame, Rre Thabo Mosalakgoko a amogela batsena thutopuisanyo a bolela fa puso e tshela madi a mantsi mo thutong mme baithuti bangwe ba bo ba tshameka ba sa ithute gore ba nne le bokamoso jo bo siameng. O tlhalositse fa baithuti ba senya dikago mo go tsitsibanyang mmele. O kopile batsadi le barutabana go bereka ka bongwefela jwa pelo go bopa bana. O boletse fa dikereke e le nngwe ya matshego a a bopang setho sa batho. Kwa bofelong ba boletse fa dilo dingwe tse di dirang gore bana ba tlhoke tsebe ke gore malwapa mangwe a humanegile mo palelwang ke go tlamela bana ba bone, ba bolela ka seemo sa diphetogo tsa gompieno, dintwa tsa batsadi mo malwapeng le ditlhalano. Se sengwe batsena thutopuisanyo ba boletse fa kgatelelo ya go kopisa mekgwa le ditagi mo sekoleng o na le seabe. Gape bana bangwe ba nna le batsofe kwa malwapeng fa mangwe a malwapa a eteletswe pele ke bana. Ka jalo batsena thutopuisanyo ba ne ba wetsa ka go re puisanyo e batla batho ba bantsi jaaka ba lekgotla la ditshwanelo tsa bana, mapodisi, dikgosi, barutabana le batsadi ka kakaretso go tla go rarabolola dikgang tsa bana. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mananeo a puso a tlhoka tshomarelo Mafoko a, a boletswe ke mokhanselara wa Kaudwane/Sorilatholo Rre Olebogile Katameto kwa phuthegong ya khansele bosheng. O kopile makhanselara ka ene go bua le batho ka botlhokwa jwa mananeo, gore ba tlogele go a tsaya lolea, a supa fa mananeo a ka ba ntsha mo lehumeng fa ba ka a dirisa sentle. Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang, o ne a supa fa a itumelela gore go tlaa agwa ntlwana ya borutelo kwa sekoleng sa Ditshegwane, a supa fa a itumelela kgang ya gore tsela ya Kgare/Ditshegwane e tlaa tshelwa lekgarapana. Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung Rre Bokopano Tumiso, o ne a supa matshwenyego a gore ga gona koloi ya kokelo kwa Sesung, a supa gore fa ba bua ba tlhalosediwa fa ba tlaa thusiwa ke koloi ya Letlhakeng. Mokhanselara wa Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho o ne a supa fa kokelwana ya Ngware e ole marulelo. Mme Beauty Bogale ene o ne a supa fa kwa Motokwe ba koporase ya metse ba tswetse dipompo tsotlhe tsa motse. Mokhanselara wa Mantshwabisi, Rre Meshack Tshenyego ene o ne a supa fa a kopile gore ba agelwe ntlo ya modisadikago kwa kokelong ya Mantshwabisi, mme ka maswabi o bona dikokelo tsotlhe tse di mo kgaolong di tsiseditswe ditanka tsa metsi, tse a supang fa di ne di sa tlhokafale ka dikokelwana tsotlhe di na le ditanka. Mo go tse dingwe, mokhanselara o supile fa batho ba Serinane ba sa bone phaleche ya mophako, mme go se na tlhaloso epe e e tsepameng. Mokhanselara wa Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane o ne a kopa gore ba fiwe karabo ya gore kokelo e ba saleng ba e solofeditswe e bokgakala bo kae. E rile fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane kwa lephateng la botsogo le boitekanelo, Dr Terrence Mokuhwa o ne a supa fa kokelo ya Letlhakeng e ntse e le teng mo lenaneong, mme fela a supa gore ga ba ise ba bone moalo wa yone. Dr Mokuhwa o supile fa mo nakong eno kokelwana ya Sesung e se na koloi ka jaana e e neng e le teng e sule. O supile fa go oketsa ditanka kwa dikokelwaneng go ne go ntse go le mo lenaneong, e bile dilo dingwe di ka se dirwe ka ntlha ya tlhaelo ya madi. O tlhalositse fa ba filwe P250 000 a go baakanya dikago, mme a tlhaelela kgakala BOKHUTLO society 9 A bana ba godisiwe sentle – Kwerepe Batsadi ba gwetlhilwe go tsaya karolo mo go betleleng bana bokamoso jo bo eletsegang. Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o tlhalositse fa go nna le ditshwanelo ga bana go sa tseele batsadi dithata tsa go ba kgalemela. O buile jalo ka letsatsi la Ngwana wa MoAfrica, a supa fa batsadi ba na le dithata tse di fetang tsa bana ba bone, ka jalo a ba gwetlha go dira tiro ya bone mo kgodisong ya bana ba tlogele gore bana na le ditshwanelo. A re ditshwanelo tsa bana ga di ba fe dithata tsa go itaola, mme di rotloetsa fela gore ngwana a godisiwe sentle ka bokaedi jwa batsadi. Rre Kwerepe o ne a gatelela mafoko a gagwe ka Setswana se se reng ‘Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng’. A re ba solofela gore bana ba gakolole batsadi gore ba ka tokafatsa jang tlhokomelo le kgodiso ya bone. O kopile batsadi go tlhokomela bana jaaka go tshwanetse. A re ngwana o tshwana fela le setlhare se se nosediwanng gore se gole sentle. A re puso e tsweletse ka maiteko a go fetola tsamaiso le seemo sa thuto kwa dikoleng, ka jaana e batla go ntsha setshaba se se nang le boleng se se ka godisang itsholelo ya lefatshe. Mothusa tona a re tsamaiso ya gompieno ke gore bana ba dire dithuto tse ba di kgonang kana ba nosetse ditalente tsa bone gore kamoso di ba sologelele molemo. Moithuti wa leokwalo la boraro kwa sekoleng se segolwane sa Sedie kwa Maun o ne a gwetlha balekane ba gagwe go tsaya thuto ka tlhoafalo, a re ke yone fela e e ka agang bokamoso jwa bone. O gwetlhile baithuti go dira se se ba tshwanetseng gore e nne batsadi ba ba nang le boikarabelo mo isagong. A re baithuti ba lebanwe ke dikgwetlho tsa nnotagi, go ima le go tlogela sekole, a re seo se dirwa ke go tlhoka kgalemo le bokaedi jwa batsadi ka jaana ba sa phutologe go buisanya ka dikgang dingwe le bone, bogolo jang tsa tlhakanelo dikobo. Mme Tlale yo e leng mongwe wa baeteledipele ba lekgotla la bana mo Ngami ene o gwetlhile baithuti go ikgalemela le gone go supegetsa batsadi ba bone gore ba kgona go nna le boikarabelo. A re go a tsthwenya ka jaana baithuti bangwe ba inaakantse le nnotagi e bile bangwe ba kgona go tla ka bojalwa kwa sekoleng. A re le ntswa bangwe baithuti e le dikhutsana, seo ga se a tshwanela go ba rotloetsa go dira dilo tsa botlhokatsebe. Mme Tlale o ne a kopa baithuti go baya thuto ya bone kwa pele, ka e le yone fela e e ka ba bulelang ditsela tsa botshelo. Mokwaledi wa khansele-potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o ne a gwetlha batsadi go lemoga ditshwanelo tsa bana, tse a reng di itebagatse le go rotloetsa kgodiso e e lolameng. A re batsadi ba tshwanetse go sireletsa ditshwanelo tsa bana. Mme Seemule a re ngwana o godisiwa ke setshaba, ke ka moo makalana le maphata ka go farologana a neng a tshologetse letsatsi leo go tla go buisanya ka dikgang tsa bana. O supile fa bana ba tshabelelwa ke dilabe mme a kopa batsadi go ela seo tlhoko.Bokhutlo education 4 Go isa ditlamelo kwa bathong go botlhokwa Molaodi wa Borwa Rre Mmoloki Raletobana o gateletse botlhokwa jwa gore maphata a puso a ne a tswa mo diofising go ya go fa Batswana ditlamelo kwa ba leng teng. Rre Raletobana yo o neng a bua kwa Ralekgetho kwa badiri ba maphata a puso ba neng ba isitse ditlamelo teng bosheng, a re maikaelelo ke go lemotsha Batswana gore puso e kgathala ka gore ditlamelo di goroge kwa go bone. Molaodi o supile fa mopalamente le mokhanselara ba ne ba lemotsha fa banni ba Ralekgetho ba na le mathata a go bona ditlamelo, bogolo jang tsa go dira le go ntshafatsa Omang. O ne a kgothatsa banni ba Ralekgetho le metse e e mabapi go kopa dithuso tse ba di tlhokang mo maphateng a a neng a ba dule letsholo ka maikaelelo e le gore ba akole ditlamelo. Rre Raletobana a re ba kgaolo ya Borwa ba ikaelela go isa ditlamelo kwa dikgaolong di le nne mo ngwageng. Fa a amogela baeng, Kgosi Kgomotso Selotlego o ne a bolela fa ba na le mathata ka tsela ya Moshupa-Ralekgetho-Pitseng e e leng yone e dirisiwang go bona dithuso kwa Moshupa. O rile banni ba metse eo ba feditswe ke dikotsi mo tseleng eo. Mo go e nngwe kgang, kgosi o ngongoregile ka gore ofisi ya gagwe ga e na setlanyo ntswa a na le boikarabelo jwa go beela batho monwana kwa kgotleng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Tuelo Lekgowa o ne a lebogela go tsisiwa ga ditirelo, a tlhalosa fa go se na ngwaga o o tlolang ba sa tsisediwa ditlamelo mo motseng. O lebogetse gape gore motse wa Ralekgetho o abetswe sedikadike sa dipula go dira ditlhabololo di tshwana le matlo a boroko a badirela puso. E rile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Moshupa/Manyana Rre Karabo Gare a ikaya fa a bua a sa kgale mathe kwa palamenteng gore tsela ya Moshupa-Ralekgetho-Pitseng e tshelwe sekontere. A re ka jalo puso e solofetsa fa tsela eo e tlaa dirwa ka e sa tswa go adima madi kwa China. Sebui se sengwe, mokhanselara wa kgaolo Rre Omphile Motlhajoe o rile fa ditsompelo di ne di le teng, o ka bo a re go isa ditlamelo kwa bathong go dirwe morago ga dikgwedi tse pedi dingwe le dingwe go akarediwa mafelo a mangwe jaaka Mogonono, Dikhudu le Sehibidu. politics 7 Ba araba mokgosi wa ga Tautona E re ka jaana tautona a ne a tlhaba mokgosi ka go gwetlha Batswana go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko le neelano, mokgosi oo o wetse mo bathong ba ba tsebe ntlha go utlwa, ka go lebega Batswana ba tsweletse ka go o araba ka jaana ba tsweletse ka go thusa bangwe ka bone. E rile kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro, kereke ya St John Apostolic Faith Mission ya lekalana la Makaleng ya abela mme mongwe wa motlhoki wa motse oo, Mme Keorapetse Ntema ntlwana ya boitiketso e e agilweng ka madi a a ka tshwarang dikete tse thataro tsa dipula. Fa a bua kwa pulong semmuso ya ntlwana eo ya boitiketso, modiri go tswa mo lephateng la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, a direla kwa Makaleng, Mme Lechani Peter o ne a re mo metlheng ya gompieno, ga go a lebana gore ope a tlhoke ntlwana ya boitiketso mo lwapeng. A re ka jalo go nna le ntlwana eo mo lwapeng go tlaa fa Mme Ntema seriti ka e bile seo e tlaa nna segakolodi mo motseng wa Makaleng. O bile a re ba kereke eo ba dirile tiro e kgolo ya go supa kutlwelo botlhoko, ka jalo go tshwanetse ga tsewa malebela mo go bone. Mme Peter a re e re le ntswa puso e leka bojotlhe go thusa go tsholetsa matshelo a Batswana, fela ka nosi ga e kake ya kgona, mme go a itumedisa go bona bangwe ba dira maiteko a go thusa puso mo go e imololeng morwalo oo. Ka jalo Mme Peter o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tswelela ka mowa oo go ya go ileng ka jaana Modimo o tlaa ba okeletsa mo sengweng le sengwe se ba eletsang go se dira. Mo tshedimosong ya gagwe mabapi le kago ya ntlwana eo, Moruti Ngwebula Ngwebula a re ba ne ba ipotsa gore jaaka Tautona a tlhabile mokgosi, seabe sa bone e ka nna eng e le dikereke. Moruti Ngwebula a re le fa go ntse jalo, ba ne ba tswa ka mogopolo wa go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo motseng. A re mabapi le mogopolo oo, ba ne ba ikopanya le modiri wa lephata la boipelego, mme a ba gakolola fa go na le motlhoki mongwe yo o tlhokang ntlwana ya boitiketso. Rre Ngwebula a re ba kgonne tiro eo ka tomagano le tirisanyo mmogo e ba nang le yone le dikereke tse dingwe ka go farologana, e mo go yone ba dirang mekolokotwane ya go kokoanyetsa dikereke tseo ka bongwe ka bongwe madi. O tsweletse a re e le dikereke tseo, ba ne ba dumalana gore nngwe le ngwe ya tsone e tlaa tswa ka mogopolo wa yone go bona gore madi ao e ka a dirisa mo ditirong dife, go balelwa le tsone tsa bopelotlhomogi.BOKHUTLO society 9 Ba Mambo ba lebogela ditlhabololo Banni ba Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba lebogetse ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone le fa ntswa ba ikuela ka dingwe tse ba tlhalositseng di ba baya ka fa mosing. Fa a amogela baeng mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre City Kealotse kwa motseng oo bosheng Kgosi Obuile Mambo o lebogetse go bo kgotla ya bone e ntshafaditswe. A re kgotla eo jaanong e mo seemong se se botoka fa e tshwantshwanngwa le pele, a re seo ke maiteko a magolo a puso ka go bo e bone go tshwanela go dira jalo le ntswa lefatshe le santse le farafarilwe ke mathata a tlhaelo ya madi. Le fa gontse jalo, Kgosi Mambo o kopile gore go gokelwe motlakase mo leobong la kgotla, go bo go tsenngwa ditshipi tse di kganelang magodu mo diofising tse ba direlang mo go tsone, ka jaana ba bereka ka dipampiri tse di botlhokwa tse di tlhokang tshireletso. Kgosi o tlhalositse fa seemo sa ditsela tse di lomaganyang motse le e e mabapi se le maswe fela thata, a tlatsa ka gore se bifisitswe ke dipula tse di tsweletseng ka go gosomana ka bokete mo kgaolong eo. Mo go tse dingwe, Kgosi Mambo o ne a supa fa ba le sebete se molangwana ka kemedi e e tlhaelang ya mopalamente wa bone Rre Charles Tibone, a re o sale a ba tlhola la bofelo ka ngwaga wa 2010. A re go tlhoka go bonala ga mopalamente wa bone, go ba baya ka fa mosing ka jaana matshwenyego mangwe a ba tshwanetseng go a isa palamenteng mo nakong eno, ba sa itse gore ba ka a lebisa kwa go mang. Fa a ama tse dingwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mambo, Mme Julia Atlholang, o kopile gore go emisiwe dijo tse di fiwang babereki ba Ipelegeng mme boemong jwa moo, madi a a dirisiwang mo thulaganyong eo, a tsenngwe mo dikatsong tsa babereki bao. Mme Atlholang o ne a bo a kopa gore maloko a dikomiti tsa makgotla a batsadi le barutabana a fiwe dikatsonyana, ka ba dira namane e tona ya tiro ya go tsaya karolo mo thutong ya bana, a bo a tlatsa ka gore go tshwanetse ga dirwa tshekatsheko ya go okediwa le dikatso tse di fiwang maloko a di VDC. Fa a tswa la gagwe, Rre Kealotswe o ne a itsese banni fa maikaelelo a phuthego eo, e ne e le go lekola morafe le go bona gore a mananeo a puso a a leng teng a tsweletse sentle mo metseng. Rre Kealotswe, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a rotloetsa banni go inaakanya le mananeo a puso go itirela sengwe se ba ka itshetsang ka sone, a bo a ba gwetlha go nna le mowa wa go tsholetsa bangwe ka bone ka go reka dithoto tsa bone fa ba na le dikgwebo dingwe mo motseng. Mo go tse dingwe, motshwarelela mothusa mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Oreneetse Setshwaela o tlhaloseditse morafe wa Mambo fa thulaganyo ya go gokela motlakase mo leobong la kgotla le go tsenya ditshipi tse di thibelang magodu e tsweletse. Mme Setshwaela o tsweletse a tlhalosa fa go na le dikgotla tse thataro mo kgaolong go balelwa le ya Mambo, tse di santseng di direla mo dikagong tsa VDC, a re fela go agiwa ga diofisi tsa kgotla go santse go tshwerwe ke kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO politics 7 Barui bare manyena a tura Barui mo motseng wa Molepolole ba ngongoregetse tlhwatlhwa ya manyena a dikgomo bare a tura ntswa ba leboga puso go bo e fokoditse tlhwatlhwa ya dijo le melemo ya leruo. Seemo seo, sa tlhwatlhwa e e ko godimo bare se tsile go dira gore ba palelwe ke go rwesa dikgomo manyena ka batho ba sa lekane e se meno. Barui ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Molepolole bokone Rre Mohammed Khan kwa kgotleng ya Goo-Rammopi Labotlhano. Fa ba lekodisa mopalamente wa bone ka tse di ba tshwenyang mo kgaolong, ba kaile fa nyeletso lehuma e saletse ko morago mme ntswa dikopo tse dintsi di sekasekilwe. Mo go tse dingwe banni bare batho bare batho ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma a tshwana lenaneo la dikoko le la dipodi, ba kaile fa go sena tlhokomelo mo diruiweng tseo gotlhelele. Mongwe wa batsenelela phuthego ebong Rre Warona Ramatokwane o iteetse kobo moroko mafoko ao a gatelela gore dikoko ga difiwe fa dipodi tsone di sa bololodiwe. Are ga gona jaaka lehuma le ka nyelela ka diruiwa tseo di seke di atla. O kopile puso go tsenya leitlho mo baikopeding ba mananeo ao go na le go tshela madi mo motlhobodikeng. Erile a tsibogela dikakgelo tsa bone Dr. Kingsley Siele go tswa ko lephateng la Veterinary, o boleletse barui gore manyena a ka tswa a tura fa morui a na le dikgomo tse dintsi. Le fa gontse jalo o gakolotse gore barui ba seka ba akanya gore manyena a tsenyediwa go rekisa leruo. O tlhalositse gore mebaraka e nama ya lefatshe leno e rekisiwang teng ke yone e batlang go itse gore kgomo e ba e rekang e tswa kae ebile ke ya ga mang le gore e ntse e kentiwa jang. Are mebaraka ya mafatshe a Europa ka e le bone ba rekang ka madi a a botoka, barui ba tshwanetswe ke go sala se ba se batlang morago. O tsweletse ka go kgotlhatsa barui gore ba nne moko o thata ba tswelele fela ba iketeetse ba rwese dikgomo manyena. O boleletse barui gape gore fa nako e ntse e tsamaya go tla tokafala ka ba tlaabo ba sa reke a le mantsi ka dikgomo bontsi di tla a bo di rwesitswe manyena. Are fa barui ba ka rwesa dikgomo manyena ba tla bona maduo a a botoka a dikgomo tsa bone. Fa a tswelela, Dr. Siele o tsibositse barui gore manyena a ka bo a rekisiwa ko marekisetsong a L.A.C , mathata ke gore ga gona marenyane a a dirisiwang go duela a a ga goromente a GABS. Dr. Siele o supile fa puso e tshwentswe ke batho ba ba fiwang leruo ka lenaneo la LIMID ba bo ba sa tlhokomele, le fa gontse jalo, are ga gona motho yo o ka patelediwang go tlhokomela se sa gagwe, fela ke gore ba ikiteye ka thupana ba tlhokomele leruo gore le tle le atle. BOKHUTLO society 9 Tlale o iphelafatsa ka thuso Monni mongwe wa Makuta mo
kgaolong-potlana ya Tutume o lebogetse thuso ya mmuso. Rre Pateletso Tlale ke mongwe wa Batswana ba ba tsibogetseng
mananeo a puso. Ka jalo o ipelafatsa ka motshine o o phothang mabele. Motshine o, o o tsere ka lenaneo la ALDEP ka ngwaga
wa 2008. Mo potsolotsong bosheng, Rre Tlale yo o itsegeng thata ka
leina la Quarter, o tlhalositse fa puso e mo thusitse go duela motshine o. A re ka ngwaga wa 2009, motshine o o ne wa mo tsenya
dingalo ka go senyega, mme ALDEP e ne ya thusa go o baakanya. A re
fa e sa le go tloga yone nako eo, ga o ise o mo tsenye dingalo dipe.. Rre Quarter o tlhalositse fa motshine o o sa thoke sepe
se sentsi ka a ne a tlhalosa fa dilithara tse tlhano tsa leokwane di kgona go
tsaya nako e telele. O tlhalositse fa a sa direle banni ba Makuta fela
ka jaana a setse a direla ba metse e e gaufi,e akaretsa Matobo le Nswazwi. Rre Quarter a re ga a kgojwe marapo ke gore motho o kgakala
le ene go le kae ka jaana motshine o pegwa mo kareng ya ditonki go goroga
gongwe le gongwe. A re ga a ke a tswa ko moreking a sa wetsa tiro
ya gagwe, fa e le sengwe o ka lala a dira bosigo. O ne a tlhalosa fa le go ja a
sa je fa a theogetse, e le yone kgang ya go kgotsofatsa molemi. A re ka
bogologolo batho ba ne ba photha ka dithobane, go setse ba se kaenyana ba ba
phothang ka tsone, ka jalo motshine wa gagwe o thusa batho ba bantsi. Rre Quarter, a re ntateng ya motshine, go na le pharologanyo
e ntsi thata mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go jesa bana le bana ba bana ba
gagwe. economy_business_and_finance 3 Obamelang melawana ya go thibela coronavirus Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng Mme Ikgopoleng Lekoape o kopile Batswana go obamela melawana ya go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Lekoape a tlhalosa fa go le mosola gore Batswana ka kakaretso ba reetse ditaelo le go tsaya boikarabelo jwa go rurifatsa gore mogare wa corona ga o kitla o tsena mo lefatsheng la Botswana. A re puso e tsweletse ka go ntsha melaetsa go kaela setshaba gore ba tshwanetse ba itshwara jang le go dira eng go thibela go tsenwa kana go anamisa bolwetse jo. Molaodi a re bophepa le botsogo jo bo itumedisang e tshwanetse ya nna konokono le boremelelo jwa Batswana go thibela mogare. O ne a rotloetsa gore mongwe le mongwe a tlhape diatla ka sebolaya megare kana molora gore diatla di nne di le phepa. Mme Lekoape a re ba ne ba na le bokopano jwa komiti ya dibetso tsa tlholego e le tsela ya go ipaakanya le go bona gore seemo sa bone ke eng gore ba nne malala a laotswe go thusa ka potlako. A re ba ne ba nna le sebaka sa go buisana le go arogana megopolo le gone go sekaseka gore seemo ke eng mo nakong ya gompieno. Molaodi o ne a supa fa go le botlhokwa gore maphata a bereke mmogo le gone go rurifatsa gore ba neela babereki le Batswana botlhe ditlamelo tsa go thibela corona. A re mo diofising tsa khansele go na le mafelo a melora ya go tlhibela mogare e setseng e beilwe teng, moo e le maiteko a go thusa setshaba. Mme Lekoape o ne gape a supa fa ba ne ba nna le bokopano le bagwebi mo kgaolong mme ba ba lemotsha mosola wa go obamela go tswalwa ga madirelo. A re e re ntswa bangwe ba ne ba le bonya go dira jalo, bangwe ba ne ba tswala madirelo jaaka go laotswe, fa ba ba ganang go reetsa ba tlaa tseelwa dikgato ka bonako. O ne a kopa dishopo go rurifatsa gore melora ya diatla e teng mme e bile ba fokotsa go dirisa madi le mela e e meleele go thibela mogare oo. Molaodi o ne a kopa setshaba go dirisa molora le metsi go phepafatsa diatla tsa bone fa e le gore ga go na melora jaaka go supegile e tlhaela mo marekisetsong. Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Joseph Segopa a re khansele e tsweletse ka go reka melora mme tse dingwe di setse di tsentswe mo diofising ka go farologana gore babereki le morafe ba di dirise. Rre Segopa a re ba mo thulaganyong ya go dira jalo mo dikoleng tsotlhe tsa kgaolo gore nako e bana ba boelang sekoleng ba fitlhele tsotlhe di le mo tirisong gore ba seka ba amana ka gope le mogare oo. O ne a tlatsa gape ka go re maphata a puso a tshwanetse a bereka mmogo gore ba kgaogane sepe fela se ba nang le sone. Mokwaledi wa khansele a re ba tlaa tswelela ka go anamisa melaetsa yotlhe e e amang mogare wa corona gore Batswana botlhe ba tlhaloganye ka fa ba ka itshireletsang ka teng. health 6 Motlhale oa kgalema Go bo dintsho tse di bakiwang ke mogare wa HIV/AIDS di sa tlhole di atile, ga se ka gore mogare o fedile, mme ke sekao sa gore diritibatsi tsa mogare di kgona go somarela matshelo a Batswana. Mopalamente wa Borwa Botlhaba Rre Odirile Motlhale o buile mafoko a, fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe bosheng. Mopalamente a re mogare o teng o a tshela mme pharologanyo ke gore jaanong batho ba kgona go tshela sebaka se se leele go na le jaaka gone go ntse pele. A re fa batho ba ka itebala mme ba itlhokomolosa go ikgapha, go dirisanya le motho a le mongwe le go dirisa sekausu, ba tla a bo ba ithala ka thipa mpeng. Rre Motlhale o tlhalositse gore,“Batho ba santse ba tsenwa ke mogare ka mokgwa o o tsitsibanyang mmele, mogare o teng,” O tsweletse a re ga go bolo go nna go buiwa ka mogare maswabi ke gore maitsholo a batho ga a ise a fetoge go tsamaelana le dithuto tsa bolwetsi jo. A re ga gona jaaaka motho a ka bona dikai tsa mogare ka matlho, e bile gore motho a bo a lebega a le borethe ga go supe fa a ka seke a nne le mogare.“Batho ba tsaya gore motho fa a na le mogare o bonwa mo phatleng, nyaa, ga go a nna jalo,” mopalamanete Motlhale a tlhalosa. O kopile batsadi go gakolola bana ba bone ka dinako tsotlhe go ikgapha le gore fa ba tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare ba seka ba raelesega ba di tlogela ka gore mogare o ka tloga wa kekela mme motho a tlhokafale. A re go botlhokwa thata gore fa batho ba le mo phuthegong, go nne go nna le dikgakololo ka bodiphatsa jwa mogare. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba kgotla ya Tlokweng ba supile fa ba sa itumedisiwe ke matlwana a boitiketso a sekole se sebotlana sa Lesetlhana, a ba reng a leswe e bile a senyegile. Ba re sekole se tshwanetse go tswalwa ka se baya botsogo jwa bana mo diphatseng. Banni tsweletse ba re se se gakgamatsang ke gore sekole se, se busa madi a dipaakanyo a se a fiwang ke khansele ngwaga le ngwaga.. Mo dikgotleng tse dingwe, banni ba lela ka metsi a a emang fa pele ga malwapa a bone ka dinako tsa dipula, ba bo ba kaya fa khansele e sa tsibogele go baakanya seemo se. Le ga go ntse jalo,modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa Rre Thabang Keakile o kaile fa ba itse ka seemo se e le khansele . O tlhalositse fa ba ntse ba tlhaelelwa ke madi fela thata, mme a supa fa ba filwe madinyana a a botoka ngwaga ono, ka jalo a tlhalosa fa khansele e setse e simolotse go baakanya ditsela. BOKHUTLO health 6 Wildlife at My Home e ruta tshomarelo tikologo Monna mongwe wa Mojeremane, Rre Matto Barfuss o gatisitse buka e maikaelelo a yone e leng go ruta bana ka tshomarela tikologo go tswa kwa moding. Bukana eo e simolotse go phatlaladiwa ka 2016 lefatshe ka bophara, bogolo jang mo dikoleng tse dipotlana. Mo potsolotsong, Rre Seoganetseng Boeng, yo e leng ene a rweleng boikarabelo jwa go patlalatsa bukana ya Wildlife at My Home mo Botswana, o tlhalositse fa e dirilwe mo Botswana ka nako ya fa mokwadi yo e leng mokapi wa ditshwantsho tsa motshikhinyego, a ne a nna mono. Rre Boeng a re mokwadi o ne a nna le kgatlhego e tona ka go lemoga fa lefatshe leno le phophoma ka diphologolo, mme a gatisa bukana eo e e rotloetsang pabalesego ya mantlenyane a tikologo. A re bukana eo, ya ditsebe tse di masome a supa le borataro, ga e a itebaganya fela le bana, mme le bagolo ba ka ithuta sengwe mo go yone. E na le diphologolo tse di fitlhelwang mo Botswana le dikitso tsotlhe mabapi le diphologolo, ka e tlhalosa gore diphologolo di ja eng, mefuta le mosola wa tsone. Rre Boeng a re go botlhokwa go ruta bana ba sa le babotlana ka e le bone bogogi jwa ka moso. education 4 Bomme ba Magapatona ba tlhama mokgatlho E re ka Motswana a rile setshwara ke ntsa pedi ga se thata e bile moroto wa esi ga o ele, bomme ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba ne ba ikopanya go tlhama mokgatlho. Mo potsolotsong, modulasetilo wa mokgatlho o, Mme Pasina Monaani a re maikaelelo a mokgatlho wa Hamgroee ke go rotloetsa bomme go kopana, go dira mmogo le go thusana go rarabolola dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone. Mme Monaani a re ba ne ba lemoga fa dingwe dikgwetlho tse bomme ba kopanang le tsone di akaretsa tsa botsogo, ba amega ka dipalo tse di kwa godimo mo lehumeng gape bangwe ba nna le bothata ka kgodiso ya bana gammogo le go tlhokomela lelwapa. Ka jalo a re ka nako ya fa ba kopana ba nna le sebaka sa go gakololana ka dikgang tse di ba amang, ba rotloetsana go itlhatlhobela malwetsi, go itlhamela dikgwebo le tse dingwe ka go farologana. Mme Monaani a re maloko a mokgatlho oo a kopana gangwe fela mo kgweding go ipua le gone go tswa ka megopolo e e ka godisang mokgatlho. A re mokgatlho o o simolotse ngwaga o o fitileng ka maloko a le mararo jaanong o setse o godile o na le maloko a le masome a mabedi. O bile a re maloko a ipeetse seelo gore bofelo jwa kgwedi ngwe le ngwe ba ntsha masome a matlhano le botlhano a dipula. A re ba dirisa madi a go rekelana dilwana tsa kago, le didirisiwa ka go farologana mme o ne a tlhalosa fa mo mokgatlhong oo ba sa remelele fela mo dikgwetlhong tsa. O boletse gore fa mongwe wa leloko a na le modiro kgotsa a wetswe ke seru, maloko ba ema ka dinao go mo tswa thuso le gone go ntsha dithebenyana. Go sa le foo, modulasetilo o supile fa ba setse ba kile ba ikopanya le ofisi ya boipelego le ya merero ya bong go kopa dithuso go itlhamela kgwebo, mme a tlatsa ka gore ba dirile tsotlhe tse di lopilweng mme ba santse ba letile ka tsholofelo. BOKHUTLO society 9 Bosele e itlama go tsosolosa ngwao Batsadi ba rotloeditswe go nna ba isa bana kwa meletlong ya ngwao go tla go ithuta go le gontsi ka ngwao ya Setswana. Go rotloeditse jalo mothusa tautona wa pele Rre Ponatshego Kedikilwe kwa moletlong wa ngwao, o o neng o rulagantswe ke ba otele ya Bosele kwa Selebi Phikwe bosheng. Rre Kedikilwe o ne a kgothatsa batsadi ba ba neng ba tshologetse moletlo go nna ba tsisa bana mo ditirong tsa go nna jaana ka ba ka ithuta go le gontsi ka ngwao ya Setswana. O ne a supa fa go itumedisa go bona Batswana ba santse ba kgatlhegela ngwao, mme e bile ba bona go le mosola go e keteka. A re lefatshe la Botswana ke lengwe la a mabotlana mo Afrika le batho ba lone ba santseng ba tshelela mo kagisong, a re se se supiwa ke go kopana ga batho ba bo ba ipela mmogo. O ne a kopa setshaba go tswelela ba tshegetsa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko ka e le tsone tse di bopaganyang setshaba. Rre Kedikilwe o ne a kgothatsa le go leboga ba Cresta Bosele go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang, a ba kgothatsa go gatelela thata puo ya Setswana ka go supagala e nyelela, bogolo jang mo baneng ba ba tswang kwa tlase. O ne a supa fa go le botlhokwa go kwala ditso, ka go dira jalo go ka thusa dikokomane tse di tlang go itse ditso le ngwao. E rile a amogela baeng, mookamedi wa otele eo, Rre Julius Keepilwe a supa fa moletlo o o setse o na le dingwaga di roba bobedi o ntse o ketekwa. Rre Keepilwe a re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao ka go apaya dijo tsa setso, kapari, mmino le metshameko ya Setswana. O ne a tlhalosa fa moletlo wa go nna jaana, o golaganya setshaba ka go tla mmogo ba amogana dithuto le maele a a ka thusang go tsamaisa malwapa go setswe ngwao morago. O ne a supa fa Bosele e sa leba go tsaya madi fela mo Batswaneng mme ba tokafatsa matshelo a ba ba sa kgoneng. E ntse e le kwa moletlong oo, Cresta Bosele e ne ya abela ngwana yo o tshelang ka bogole bolao, dikobo, dijo, setofo le P2 000. E rile a amogela dimpho tse, Mme Gorata Batlang yo e leng motsadi wa ngwana, a supa fa dimpho tse di ya go mo thusa go tlhokomela ngwana ka dilo dingwe a ne a sa kgone go di mo direla ka a sa bereke. Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a re o lemoga maiteko a a dirwang ke dikompone mo go tlhabololeng matshelo a Batswana, a re se se supa kutlwelobotlhoko. education 4 Bogodu jwa leruo bo holodisa maduo Bogodu jwa dihutshane tse di amogetsweng ke banni ba Zoroga mo kgaolo- potlana ya Tutume ka mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go ntsha Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha bo ile godimo. Seo se tlhalositswe ke Kgosi wa Zoroga, Rre Thomas Modiro mo potsolotsong bosheng. Kgosi Modiro a re dipodi di tsena ka lenga la seloko go bo go ya fela jalo. O supa fa batho e le bone ba ba utswang leruo leo ka podi e a re fa e sule letlalo la yone le bonale mme tseo tsone ga nke le bonwa. A re o amogetse ikuelo ya monni wa motse yo o neng a supa fa potsane ya gagwe e gorogile e na le letshwao le e seng la gagwe morago ga gore e nyelele lobaka. Kgosi Modiro a re le ntswa puso e leka go lwantsha lehuma bogodu bo busetsa ba ba amogetseng lenaneo mo lehumeng. “Fa ne e se go nyelela ga dipodi, bangwe ba kabo ba gatetse pele jaaka ba metse e mengwe ba kgona go rekisa ba anwa mananeo moro,” a tlhalosa jalo. A re go lemosegile fa batho ba tsaya dipodi mo Zoroga ba di rekisa kwa metseng e sele. A re ka podi e tshwaiwa ka go sega tsebe le go e tsenya lenyena e motlhofo go rekisiwa ka magodu ba ntsha lenyena mme ba sale ka letshwao fela le e leng gore le dirwa ke mogwe le mongwe. A re seo se ba fa monyetla wa go rekisa dipodi tse e seng tsa bone motlhofo. Kgosi Modiro a re fa banni ba kopa dithuso mo lenaneong ba supa fa ba tlaa disa leruo kwa masimo le kwa merakeng mme fa ba sena go bona dithuso ba di ruela mo motseng. A re dipodi di robala fa gare ga motse mme seo se fa magodu sebaka sa go ka di utswa motlhofo ka di se mo tshireletsong e e lolameng. O supile fa dipodi tse di ruelwang kwa merakeng di le pharologanyo le tse di ruelwang mo motseng ka di bona mafulo a a lolameng mme tsa motse di le mo tikologong e e senang phulo. A re matlalo a dipudi a fitlhelwa mo matlotleng le mo matlwaneng a boithomelo ka batho ba na le sebaka sa go tlhaba fela ka di tletsetletse le motse. O supa fa banni ba motse ba sena kitso ka mananeo a mangwe a puso ka ba amogela dithuso mo go la LIMID la dipodi thata. A re go supa fa ba tlhaloganya lenaneo la dipodi fela. “Batsadi ba tshwanetse go ititaya ka thupana ka bogodu jo bo dirwa thata ke basha ba e leng gore ga ba ise ba nne le sepe mme batsadi ga ba botse gore ba di tsaya kae,”go bua Kgosi Modiro. A re tshwaragano ya batsadi le puso ke yone fela e ka fokotsang bogodu jwa leruo. A re batsadi ba ikgatholose mokgwa wa go emela bana fa ba sentse, ba seka ba bipa mpa ka mabele. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banni ba kopa gore molao o sekasekwe Banni ba Kopong mo kgaolong ya Kweneng ba kopile puso go seka seka sesha molao o o tsamaisang komiti e e kgaoganyang melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente le bokhanselara. Ba re go tsaya ditshwetso kwa bothokong ke komiti e dirang thomo ya go kgaoganya melelwane ya dikgolo tsa botlhophi tsa mapalamente go ba ba ya ka fa mosing ka jaana go ikgatholosa dintlha tsa botlhokwa tse di ba amang. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Maj. Gen. Moeng Pheto fa ba ne ba supa matshwenyego ka tshwetso e e tserweng ke komiti eo ka fa e kgaogantseng ka teng kgaolo ya botlhophi ya Kweneng Botlhaba e yang go bidiwang Lentsweletau/Mmopane. Batho ba Kopong ba supile fa ba sa itumedisiwa ke go fetolwa ga leina la kgaolo eo bare go nyeleditse seriti sa motse wa bone le mororo motse wa bone o feta Mmopane ka dipalo. Ba re komiti e kabo e tsile gape kwa bathong morago ga ditsheka tsheko gore go akantshanngwe eseng go ba tseela ditshwetso Ka dikgang tse di amang lefatshe, Rre Moilwa Segajane o kopile gore dikgosi di tsenngwe mo tsamaisong ya lefatshe gonna baemedi ba sechaba go tswelela ba gakoloana le makgotkla a kabo ditsha ka dikgang tsedi amang lefatshe. Batho ba Kopong ba re go a hakgamatsa gore ere dipalo tsa motse wa bone di le dikete dile lesome le motso (11 000) ba bo ba ikgatholosiwa mo dikgannyeng tse di ka thusa go lere ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Fa a kgela ka matshwenyego a bone, mopalamente a supa fa a dumalana le matshwenyego a bone gore molao wa go tlhoma lekoko lele kgaoganyang dikgaolo tsa botlhophi o seka-sekwe go hema gore morafe o akanye fa mapalamente a nnile le seabe mo ditshwetsong tse di tserweng ke komiti eo. Mopalamente o rotloeditse morafe go ikwadisetsa ditlhopho o kopile e tsweletseng gore ba seka ba ithontshwanelo ya bone ya go tlhopha. Bokhutlo politics 7 Mountain of Liberation e tlisa monyenyo kwa Dikgonnye Kereke ya Mountain of Liberation go tswa kwa Mochudi e abetse banni bangwe ba motse wa Dikgonnye dijo ka matlhatso. E rile a bua mo boemong jwa morafe wa gagwe Kgosi wa motse oo,Kgosi Ishamael Rakgathi a tlhalosa fa a leboga kereke eo go menaganye go bo ba bone go le maleba go tla go abela bangwe mo motseng wa gagwe. Kgosi Rakgathi o ne a supa fa e se lantlha kereke eo e abela morafe wa gagwe a kaya fa le ngwaga o o fetileng ba ne ba tla go abela bangwe gape se a tlhalosang fa a se lebogela fela thata. O ne a ba gwetlha go tswelela ba dira jalo a re seo se supa lorato le kagisano mo gareng ga setshaba mme o ne a ba tshepisa gore le bone fa ba na le letlhoko jaaka go aga kereke ba nne ba ba laletsa le bone go ya go ba thusa fa ba ka kgonang teng. Le fa go ntse jalo Kgosi Rakgathi o ne a kopa moeteledipele wa kereke eo go ba rapedisa mo motseng wa gagwe le morafe a supa fa motse wa Dikgonnye o le monyenyane mme borukhutlhi jwa teng bo ile mogoletsa. A re maikaelelo a bone ke go fitlhelela matlhoko a batho bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng a tlatsa ka gore komiti eo ke ya bomme ba le masome a mararo le botlhano(35)le Rre a le mongwe. O tsweletse a supa gore ba ne ba reka dijo tseo ka madi go tswa mo dipateng tsa bone mme le phuthego ya kereke e ba eme nokeng go diragatsa maitlhamo a bone. O tlhalositse fa ba dira seo le bone go diragatsa se se dirwang ke Batswana ba bangwe ba itebagantse le tebelopele ya setshaba ya 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko. E rile a ba ama ka lefoko moruti ebile e le moporofeta wa kereke eo, Moruti Sehularo Mogopodi o boletse fa kereke ya bone e na le mhama e mentsi mme o o botlhokwa mo go one otlhe ke go abela ba bangwe. A re ba abela ba ba tlhokang thuso mo teng ga kereke le setshabeng ka kakaretso a tlatsa ka gore le baebele e gatelela kgang eo ya go abela ba bangwe. A supa fa seo e le selo se sentle fela thata le fa bangwe ba sa lemoge gore Tautona o dira tiro e e siameng. O tlhalosa fa le bone ba leka go rotloetsa mowa oo wa go abela ba bangwe mo setshabeng se ba se direlang. crime_law_and_justice 1 Dikomiti di abelwa koloi Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Francistown Bophirima, Rre Ignatius Moswaane, o rotloeditse dikomiti tsa kgaolo ya gagwe ka go di abela koloi go itirela madi a ditlhabololo. Fa a aba koloi eo kwa Tati Town bosheng, Rre Moswaane o tlhalositse fa puso e sa tlhole e na le madi ka jalo e ke nako ya gore morafe o tswe ka methale ya go itirela madi. Rre Moswaane o tlhalositse gore kgang kgolo ke go tsisa ditlhabololo tse di tlaa thusang morafe ka kakaretso mme, seo se ka diragala fela fa ba le mo moonong. A re se ke mangwe maiteko a go rotloetsa dikomiti tse di mo kgaolong go tsaya kgato ya go itirela madi ka khupelekhupele ya go rekisa dithekethe tsa yone koloi eo. Rre Moswaane o tsweletse gape a re tiro eo e batla batho ba ba ikemiseditseng go dira ka natla le ka bonokopila e bile ba dira mmogo gape ba direla mo nakong. O tsweletse gape a re dikomiti di tshwanetse tsa ikaega ka botsone ka go itirela madi, a tlatsa ka gore ngwaga wa 2016 o gorogile ka jalo se se tshwanetse sa nna sekao sa go nna tshaba e e itirelang. Mopalamete a re o eletsa gore fa a boela kwa palamenteng tiro eo e bo e setse e dule tema ya go kgobokanya madi a seelo sa P25 000 komiti nngwe le nngwe. Rre Moswaane a re go dira jalo go tlaa fokotsa go kopa dithuso kwa mafatsheng a mangwe. O kopile dikomiti go itlhotlhora seemo sa sepolotiki mme ba ise mowa wa ditlhabololo kwa pele. Le fa go ntse jalo Rre Moswaane o supile matshwenyego ka mangwe makhanselara a a gatelang kwa morago go direla setshaba. A re seemo seo ga se mo itumedise, le mororo puso e ba amogedisa madi a go direla setshaba, a tlatsa ka gore ba ba tlaa bipang mpa ka mabele kgaolo ya bone ga e na go tlhabologa. Fa a amogela koloi eo mo boemong jwa morafe, mokhanselara wa Tatitown Rre Gaethusi Ramolotsana a re koloi eo ya modiro ya Toyota vits e e tswang kwa khamphaneng ya KMT Motors e tsile go tsisa diphetogo mo matshelong a bone. Rre Ramolotsana a re mopalamente o jwadile peo ka go tsaya kgato, ka jalo go setse fela gore morafe o e tseye ka manontlhotlho le go supa fa ba ikaeletse go dira madi mo kgaolong. politics 7 Tona o kopa batsadi go kgalema Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Pelonomi Venson-Moitoi o kopile banni ba kgotla ya Mokwena kwa Serowe go leka ka thata go tsenya bana mo tseleng. Mme Venson-Moitoi o buile jaana mo phuthegong ya kgotla go lekodisana le banni a ba kopa gore ba seka ba tshaba go tsenya bana mo tseleng ka go tsaya karolo mo kgodisong ya bone ntle le go ba itsapela ka e le boikarabelo jwa bone. “Kgodiso ya ngwana ke mmereko o o bokete mo go gakgamatsang, e batla madi, mashetla le boineelo,” a tlhalosa. O gakolotse batsadi gore bana ba ka kgona dithuto tsa bone fela fa batsadi ba ka ba emela ka dinao ba ba kgalemela fa ba tswa mo tseleng. “A re seka ra itlhoboga fa bana ba rona ba supa maitseo a a duleng mo tseleng ka go dira jalo re a bo re latlhela bana ba rona mo mesimeng.” Fa a lekodisa morafe ka diphetogo tse di dirilweng kwa Palamenteng e e fitileng, tona o supile fa molao wa mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo o fetotswe e bile o gagamaditswe, a supa fa jaanong go sena ope yo o nang le tshwanelo ya go tsaya batho dinepe ba se mo maemong a a siameng a bo a se phatlhalatsa le maranyane. A re dipalo di supa fa gantsi banana e le bone ba dirang jalo. “Re lekile ka natla go pega dikatlholo gore batho ba melato ya go nna jaana ba atlholwe go utlwala,” Tona Venson-Moitoi a supa. A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore maranyane ga a a direlwa go tsuolola ditshwanelo tsa ba bangwe, a diretswe go tlhofofatsa ditiro. O supile fa go ntse gape le melao e le mmalwa e e tlhofofatsang kwadiso ya dikgwebo. A re go tlaa sekasekwa go bona gore go batla setsha, go tsenya motlakase, metsi le go kwadisa kgwebo, go dirwe thulaganyo ya gore di dirwe ka bofefo ka se se ka thusa go tlhama mebereko. Tona o supile gape fa go dirilwe diphetogo tsa molao wa matimela go beilwe dinako tse disha tsa go tsaya matimela. “Molao o fetotswe, fa o batla go tsaya seruiwa sa gago, o tshwanetse go se tsaya letsatsi pele ga go tsoga go rekisiwa pele ga 430pm.” O ne a tlatsa ka go re khansele ke yone e tlaa tsayang tshwetso ya gore matimela a tlaa rekisiwa leng. “Khansele e filwe thata ya gore ka bolaya seruiwa fa se le borai kgotsa se lwala, mme go tlhokafala gore ba lephata la temo-thuo ba bo ba le teng,” a tlhalosa. A re go baakantswe molao wa ditlhobolo go leka go sireletsa kanamo ya tsone, mme go tsile go dirwa melawana ya dintlha tse motho a tshwanetseng go di diragatsa fa a reka mo go yo mongwe, tshutiso e a reng e dirilwe ka ntlha ya gore ditlhobolo di borai, ga di a tshwanela go bewa lolea le go felela mo matsogong a a senang maikarabelo. Dr Venson-Moitoi o lebogile banni gore ba bo ba thusitse go tsamaisa Tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama sentle. Fa ba akgela, banni ba ngongoregetse bonya jwa SHHA. Ba re ba tlhoka gore dipalo tsa babereki ba Ipelegeng di okediwe. society 9 Takatokwane o tsosolosa serodumo sa boipuso Banni ba Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba ikaeletse go keteka boipuso jo bo pharologanyo le jwa dingwaga tse dingwe monongwaga ka ba batla go busetsa serodumo sa boipuso le ngwao e go lebegang e nyelela. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e itebagantseng le go rolela morafe ka fa dipaakanyetso di tsweletseng ka teng, Rre Kgaogano Pagiwa a re ba bereka bosigo le motshegare go rulaganyetsa moletlo wa maemo a ntlha o o tla natefisiwang ka metshameko ya ngwao e akaretsa morabaraba, diketo, dikhwaere, maboko gammogo le kapei ya dijo tsa Setswana, e le tsela nngwe ya go le busetsa seriti se se le tshwanetseng. Rre Pagiwa o tsweletse a re gore maikaelelo a bone a atlege banni ba tshwanetse go ba ema nokeng, jalo a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo mo go baakanyetseng boipuso ka jaana bo ama Motswana mongwe le mongwe go akarediwa banana le bagodi ba ba diretseng lefatshe leno ka bokgabane gore le nne se le leng sone mo nakong eno. O tlhalositse gore banni ba Takatokwane ba ka kgona go gatela pele fa go na le tshwaragano fagare ga badirelapuso, dikomiti tse di mo motseng ka go farologana, dikereke gammogo le setshaba ka kakaretso. Rre Pagiwa o tsweletse a re letsatsi la boipuso le faphegile ka jaana lefatshe le a bo le gakologelwa le go ipelela tse le di kgonneng morago ga go ipusa ka 1966. A re go botlhokwa gore banni ba motse oo ba itshekatsheke go bona kwa ba tswang teng le gore ba diretse lefatshe leno eng jalo go tlhokana le gore ba nne mmogo mo letsatsing leo go tsaya molaetsa le go gakololana gore ba ka tswelela pele jang go direla lefatshe leno. E rile ba akgela, banni ba supa fa serudumo sa boipuso se nyelela mme maikaelelo a bone ele go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go se busetsa ka go tshologela mokete oo ka mmetela le gone go tsosolosa ngwao ka go supa mmino le metshameko ya maloba. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Motsiele Tsiane o rotloeditse morafe wa gagwe go itirela dijo le gone go tsosolosa moletlo wa go ipelela thobo gonne go dira jalo go tlisa mowa wa tirisano mmogo, tshwaragano le tswelelopele ya motse. Kgosi Tsiane a re go botlhokwa go tshegetsa ngwao ya dikgafela ka ele mokete o o segofaditsweng e bile gape ele tsamaiso ya ngwao ya Setswana. A re go lebega ngwao e gomagomediwa ke go nyelela jalo a lemotsha morafe fa go le mo maruding a one go ikitse le gone go ipela ka se ba leng sone.BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgweetsang ka kelotlhoko Bakgweetsi ba kopilwe go ipaakanyetsa malatsi a boitapoloso a paseka aa tlang ka go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle go ka tsamaya mesepele e meleele. Kopo e e dirilwe ke mookamela mapodisi a Middlepits Superintendent Moses Chibamo mo potsolosong le ba BOPA. Superintendent Chibamo o ne a tlhalosa fa gantsi nako ya malatsi a boitapoloso diphuthego tsa dikereke tse di farologaneng ba tsaya mesepele go phuthaganela golo go le gongwe ba rapela ba le mmogo fa bontsi jwa batho bangwe ba ya magaeng a bone go ya go lekola ba masika. O ne a kaya fa go le botlhokwa gore bakgweetsi ba tlhomamise gore dikoloi tsa bone di mo seemong se se siameng ka seo ka se seka thusa thata mo go fokotseng dikotsi tsa tsela di ileng magoletsa mo lefatsheng leno. Rre Chibamo o kaile fa ka nako ya malatsi a boitapoloso bontsi jwa batho ba itumela ka ditsela tse di sa siamang ka bangwe ba itontela majalwa go akarediwa le bone ba kgweetsa ka le bone ba felela ba kgweetsa ba nole bojalwa phetelela. A supa fa go dira jalo go le borai ka go ka baka dikotsi. Superintendent Chibamo o supile fa mapodisi mo kgaolong eo ba setse ba simolotse go dira dikganedi tsa tsela go fitlhelela malatsi a boitapoloso goroga. Are nngwe ya dikgang tse ba tshwenyang ke bakgweetsi ba ba ikgatolosang molao wa tsela ka go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng, a kaya fa ba setse ba o lebisitse bakgweetsi ba le batlhano molato oo mo tseleng ya Tsabong-Bokspits. Mookamela mapodisi a Middlepits o ne a gatelela thata a ba a kopa bapalami go nna le seabe ka go gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka seo seka thusa thata go fokotsa dikotsi tse di diragalangmo lefatsheng leno. O ne a gakolola gape bakgweetsi go nna le boitshwaro jo bo eletsegang ka go dirisana le mapodisi sentle le gone go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ditagi le bojalwa di itaa baithuti tsebe Baithuti ba sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi ba gakolotswe go ikgapha mo ditaging le bojalwa ka di ka ba itaya tsebe go tsaya dithuto tsa bone tsa sekole ka tlhwaafalo. Fa a bua mo letsholong le le neng le boloditswe ke barutabana le bana ba sekole seo kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya ditagi le bojalwa mo dikoleng bosheng, molaodi wa Kgalagadi, Rre Moemedi Letina o ne a tlhalosa fa puso, batsadi le setshaba ka kakaretso ba tshwentswe ke maitsholo a bana a a duleng mo tseleng ka lebaka la ditagi le bojalwa mo dikoleng. Rre Letina o boletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba age le go gakolola bana ba santse ba le bannye ka seo se ka thusa thata mo go ageng setshaba se se nang le boikarabelo. Molaodi o kaile fa bojalwa le ditagi di le borai thata mo botsogong jwa motho gonne di ka mo senyetsa bokamoso ka go senya tlhaloganyo, go tsenwa ke malwetse a tshwana le a pelo, diphilo le gone go tsofala ka bonako. O kaile fa ditlamorago tsa teng e le matlhotlhapelo mo matshelong a batho ka bangwe ba felela ba latlhegelwa ke ditiro fa bangwe ba thubegelwa ke malwapa. A re le ntswa ngwaga ono baithuti ba sekole seo ba se na melato epe e e ba amanyang le ditagi le bojalwa, mme dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole ka boimana le tsa bana ba ba tswang mo sekoleng go ya go nna le batsadi kwa dipolaseng ka molelwane o le gaufi le motse oo di a tshwenya . Moithuti wa sekole seo, Mme Tshegofatso Bahuma o tlhalositse fa ba boloditse letsholo la go tsibosa bana ba sekole seo ka bodiphatsa jwa ditagi le bojalwa ka gantsi seemo seo se tshabelela bana ba ba kwa dikoleng tse dikgolwane. Mme Bahuma o supile fa dithuto tseo di tlaa thusa baithuti go itlhophela tse di ba siametseng mo botshelong gore e tle e nne babusi ba motia. Mme Kefilwe Otsile wa sepodise se e seng sa seaparo go tswa kwa Jwaneng, ene o rotloeditse bana ba sekole seo go tsaya tsia dithuto tsa bone mme a ba rotloetsa go tswa mo ditirong tsa botlhoka tsebe di tshwana le ditagi le bojalwa ka di ka ba itaya tsebe go ithuta. O kaile fa ba lemogile fa bana bangwe ba dikole ba rekisa ditagi mo dikoleng mme a tlhalosa fa go dira jalo e le molato o modira molato oo, a ka tseelwang dikgato tse di gagametseng ka go tsena kgolegelo. A re gape go ka ba senyetsa bokamoso ka ba felela ba tsewa menwana jalo a kopa baithuti go loma mapodise tsebe ka thekiso ya ditagi mo dikoleng. Mogolwane go tswa kwa ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Kgalagadi, Mme Lucy Monyatsi o tlhaloseditse baithuti ka mananeo a a farologaneng a puso a ba ka ithusang ka one go tokofatsa matshelo le go itlhamela mebereko fa ba sa kgona go tswelela le dithuto tsa bone. Go le pele fa a amogela baeng mothusa mogokgo, Rre Isaac Jagter o boletse fa maikaelelo a bone e le go bolotsa letsholo la go kganela ditagi le nnotagi pele ga di jwelela mo baneng ba sekole seo. O tsweletse a supa fa mo ngwageng ono baithuti ba mophato wa boraro ba setse ba tlogetse sekole ka lebaka la boimana ba le babedi a kaya fa e le kgang e e ba tshwentseng thata. Letsatsi leo le ne la natefisiwa ka metshameko le maboko tse di tlhalosang ka ditlamorago tsa ditagi le bojalwa. Bokhutlo education 4 Ba tsiboswa ka diphetogo tsa tsamaiso ditlhopho tsa lekgotla la banana Mogolwane wa lephata la tlhabololo banana, Metshameko le Ngwao mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, Rre Benjamin Segone, a re ditshekatsheko tsa go fetola tsamaiso mo ditlhophong tsa maloko a lekgotla la banana (Botswana National Youth Council) di weditswe. Fa a buisa banana ba Inalegolo bosheng, Rre Segone a re lekgotla leo, le ne la emisiwa ka 2015. A re morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng go ne ga fetolwa tsamaiso e lekgotla le neng le bereka ka yone pele, go amogela diphetogo tse di tokafatsang tsamaiso ya lekgotla leo. Rre Segone a re lekgotla le setse le simolodisitswe, mme diphetogo tse di leng teng ke gore le kgaogantswe ka makalana a le mabedi, la Botswana National Youth Council le District Youth Council. Rre Segone a re go tlaa tlhophiwa komiti e e tlaa bong e direla kwa Gaborone ka fa tlase ga ofisi ya ga tona wa lephata la metshameko le ngwao, fa komiti ya dikgaolo yone e tlaa bo e direla mo kgaolong, go reetsa dilelo tsa banana e bo e di fetisetsa kwa komiting e kgolwane go di sekaseka pele ga di ya kwa go tona. Rre Segone a re komiti eo, e tlaa tlhangwa ka modulasetilo le maloko a roba bobedi. O tlhalositse fa monana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go emela ditlhopho fa a na le kgatlhego. A re yo o tlaa bong a supile kgatlhego o tshwanetse go tlatsa fomo e e supang gore o emela boloko kana bodulasetilo. A re fa monana a emela boloko o tshwanetse go bo a na le basupi ba le masome a mabedi le botlhano fa yo o nang le keletso ya go emela maemo a bodulasetilo ene a tshwanetse gore a bo a na le basupi ba le masome a matlhano. Rre Segone o ne a gatelela ntlha ya gore banana ba ba supileng kgatlhego mo go emeleng boloko ga ba a tshwanela go bo ba ikamantse le diphathi tsa sepolotiki. A re ba batla banana ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa go tse di masome a mararo le borataro. A re yo o emelang ditlhopho o tshwanetse a bo a dirile mophato wa bobedi wa bogologolo kana mophato wa boraro go ya kwa go wa botlhano. Rre Segone o weditse ka go re, baemedi ba tshwanaetse go nna baemedi kwa dikgaolong tse ba tlholegang kwa go tsone. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Tintina Kaxabe a supa matshwenyego ka go tlhoka go sa tsene diphuthego tsa kgotla ke banana ba motse. E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Kaxabe o supile fa diphuthego tsa kgotla di le botlhokwa ka jaana go buiwa ka dilo tse di amang ditlhabololo tsa motse gammogo le tsone dikgang tse di ka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, monana wa motse, Rre Boingotlo Aobakwe, o ne a supa fa ene a sa bone pharologanyo e e dirilweng mo go tlhopheng maloko a komiti. Rre Aobakwe a re keletso ya gagwe ke gore motse mongwe le mongwe o nne le kemedi ka jaana matshwenyego a banana ba metse e mebotlana e farologana thata le ya banana ba ba nnang kwa metseng e metona jaaka Kang le Hukuntsi. Ka jalo, a re go tshwanetse ga sekasekwa tshetlana eo, gore dkgang tsa bone di tle di rarabologe sentle. BOKHUTLO politics 7 A karata ya tlhopho e babalelwe -Swartz Tona wa dikago, maranyane le boitseanape, Rre Johnie Swartz a re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a sireletse karata ya gagwe ya tlhopo le Omang gore ba kgone go tlhopha sentle mo ditlhopong tsa botlhe. Tona Swartz a re kgakololo eo o e ntsha ka gore o lemogile fa ka letsatsi la ditlhopo batho bangwe ba felela ba sa ye go tlhopa ntateng ya gore ga ba bone dikarata tsa bone tsa ditlhopo le bo Omamg ba bone. Tona o buile mafoko ao fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng ya Grootlagte, Qabo, Kuke le mo dikgaolwaneng tse dingwe tsa toropo ya Ghanzi. O ne a kopa gape banni ba metse eo go bona gore bo Omang ba bone ba mo tirisong pele ga ditlhopo. Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni bao ka molao motheo wa lefatshe leno, o o letlang gore go tshwarwe ditlhopo morago ga ngwaga tse tlhano, gore Batswana ba tlhophe puso le baemedi ba ba eletsang ba ka tsamaisa lefatshe la leno. Rre Swartz o tlhaloseditse banni bao fa ditlhopho di tla tshwarwa ka kgwedi ya Phatwe ele masome a mabedi le bone, a tlatsa ka gore tautona o beile letsatsi leo ele la boikhutso, ka jalo o kopile banni bao go ya go tlhopha ka dipalo tse dintsi. Mo go tse dingwe, tona o ne a tlhalosa fa puso e tshwenyegile thata ka boitshwaro jo bo sa siamang jwa bana ba dikole tse dikgolwane le tse di tona, ke ka moo tautona a neng a ntsha lekoko la bo tona le bathusi ba bone go etela dikole go bona gore boitshwaro joo bo bakwa ke eng. O boletse fa pego ya bone e supa fa bangwe ba batsadi ba ba neng ba rekisetsa fa pele ga dikole, ba ne ba rekisetsa bana ditagi, a tlatsa ka gore bangwe ba batsadi bao ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong. Tona Swartz o ne a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone gore ba tlogele go inakanya le dilo tse di sa siamang, tse di tla tsenyang matshelo a bone mo diphatsheng. Mopalamente o boleletse banni bao fa puso e dirisa madi a mantsi go tlhabolola thuto ka jalo bana ba tshwanetse go tsaya thuto ka tlhoafalo gore kamoso ba ye go itshetsa ka yone. E rile banni ba motse wa Grootlagte , Qabo le Kuke ba akgela, ba akgola mopalamente wa bone, ba kaya fa bereka ka natla, ka ditlhabololo mo metseng ya bone ba di bona le dithuso tsa puso di le teng e bile bangwe ba setse ba simolotse go itshetsa ka tsone. Banni bao ba boleletse mopalamente wa bone gore fa motho e le moeteledipele wa batho o tshwanetse go bonwa ka ditiro tsa gagwe le go etela batho nako le nako, ba supa fa seo se kaya moeteledipele yo o botlhokwa mo matshelong a batho. Banni bao ba ne gape ba lebogela mananeo a nyeletso lehuma, ba supa fa tsamaya sentle mo metseng ya bone. Le fa go sena theko e ntsi, ba re mme fela sengwenyana sone ba a se bona e bile matshelo a bone a tokafala. Le fa go ntse jalo, banni ba Qabo ba ne ba ngongorega thata ka bana bangwe ba bone ba ba ithutang tiro ya diatla kwa Palapye gore ga ba tsewe sentle gotlhelele, ba supa fa ba tlogela dikole ka dipalo tse di kwa godimo ntateng ya go sa tshwarwa sentle kwa dikoleng. Banni bao ba boleletse Moplalamente wa bone fa bana ba morafe wa Basarwa kwa dikoleng ba sa tsewe sentle e bile ba buisiwa mafoko a sa siamang ke bodiredi le barutabana, ka jalo ba kopa mopalamente wa bone go emela di kgang tseo ka dinao. E rile mogolwane mo lephateng la thuto a akgela, Rre Judas Tjienda, o tlhalositse gore boeteledipele jwa metse, dikgosi, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, baoki, bommaboipelego le bodierdi jwa maphata mo metseng eo ke maloloko a komiti ya batsadi le barutabana. Rre Tjienda o ne a kopa batsadi go tsena komiti ya batsadi le barutabana gore ba kgone go tshwaraganela tiro ya bana ba bone sentle le barutabana. A re o tsamaile metse ya kgaolo ya Ghanzi mme go supega fa batsadi ba sa tshwaraganele thuto ya bana le barutabana. A re go dira jalo go busetsa thuto ya bana kwa morago. Bokhutlo politics 7 Ngwana lekuka oa sokelwa Mopalamente wa pele wa Letlhakeng Bophirima, Rre Filbert Nagafela o gakolotse batsadi ba Khudumelapye go tshwaraganela thuto ya bana le batsadi go ba betlela bokamoso. Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho ya sekole seo bosheng, Rre Nagafela o supile fa thuto e ka tshwantshanngwa le batshameki ba kgwele ya dinao ka gore phenyo mo motshamekong e dirwa ke neelano ka jalo le mo thutong fa go na le neelano le tirisano mmogo mo go botlhe ba ba tsayang karolo go ka nna le maduo a a botoka. O tlhalositse fa thuto e le yone e e baakanyetsang bana bokamoso. Rre Nagafela a re o akgola sekole sa Khudumelapye go bo se ntshitse bagaka ba ba tshwanang le bo Lieutenant D’mcaza Mokgwathi yo e leng mongwe wa bagolwane ba sesole sa Botswana mo nakong eno. O gakolotse batsadi go fa bana ba bone molao o o tiileng go ba supetsa tsela e e siameng. O kgothaditse batsadi le barutabana go lemoga ditalente tsa bana le go ba ema nokeng ka ba ka itshetsa ka tsone. O kaile gore fa bana ba sa dire sentle mo thutong ba tshwanetse go rotloediwa go dirisa ditalente tsa bone gore ba kgone go itshetsa ka tsone mo isagong. Mogokgo wa sekole seo, Mme Nancy Mukuwa o supile fa sekole sa gagwe se tlhaelelwa ke didirisiwa tsa thuto di akaretsa dibuka mme a re ba itumelela tirisano mmogo ya bone le batsadi ka ba ba thusa ka tse ba di tlhokang e le sekole di akaretsa dibuka le dipampiri tse di ntsifatsang meriti. O tlhalositse fa sekole se dirile bontle monongwaga mo metshamekong. education 4 Kwa Borolong keremose ke dikhwaere E re jaaka e le tlwaelo gore letsatsi la keresemose le ipelelwa ka ditsela tse di farologanyeng, kwa Morolong ba ne ba keteka letsatsi leo ka dikhwaere. E ne e le semphete ke go fete kwa Mogwalale fa boidiidi ja batho bo ne bo tshologetse kwa motseng oo, go ya go iponela ka matlho jaaka dikhwaere di ne di iteisanya borathana. Go ne go sha logong go sala molora jaaka go ne go kopane bomantswitswidi ba dikhwaere; Mog City le TK Choir go tswa kwa masimong a Tlakgama. Go ne go leba yo o sebete ka jaana dikhwaere tseo di ne di dira bokgeleke jo bo kwa godimo. Matshwititshwiti a batho go tswa mafelong a a farologaneng go akaretsa le ba Aferika Borwa ba ne ba akola dikhwaere tse. Khwaere ya Mog City e ne ya ntsha tlhogo go itshupa gore ke bone dikgeleke tsa kopelo ka jaana le kapari ya bone le yone e ne e kgatlha leitlho. Khwaere ya TK le yone e ne ya seka ya letlelela gore e nne phokoje yo o kwa morago. Kwa Good Hope, ga bo go kopane bo nko di a oboga ba bangwe e bong Megale go tswa kwa Good Hope le Danger go tswa kwa masimong a Mmalore. Khwaere ya Megale e ne e sale e itshupile gore ke bone bagaka ba letsatsi ka ba sale ba simolotse ka go goga letlhaku fela di tloga mme seo sa rotloetsa khwaere ya Danger go iteka. Mo potsolotsong le motsadi wa khwaere ya Mog City, Rre Motlhatlhedi Motlhatlhedi, khwaere eo e tlhamilwe ka ngwaga wa 1970 mme go tsweng goo lowe ga ba ise ba nne le mogopolo wa go boela morago mokgwa wa go ipelela letsatsi la keresemose ka dikhwaere. Rre Motlhatlhedi o tlhalositse fa dikhwaere di kopanya morafe ka jaana morafe o kopanela tiro e ka go e tshwara ba e fapaanela mo malwapeng a bone ngwaga le ngwaga gore ngwao eo e seka ya nyelela. A re ba dira seo e le motshelo wa banni ba motse gape e le go itlosa bodutu kwa ntle ga dikatso dipe fela. Rre Motlhahtlhedi a re ba gatisa dipina tsa bone e le tsela ya go rekisa bokgeleke jwa bone le gore ba bone letseno la madi go nonotsha tiro ya bone ngwaga le ngwaga. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mmelaelwa o tlaa lebisiwa molato wa petelelo Mookamela mapodisi a kgaolo ya Jwaneng, Superintendent Thuso Basuti, a re rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Sese, o tlaa iponatsa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata beke eno mabapi le molato wa petelelo. Supt. Basuti a re e ne ya re kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe, ba begelwa fa mme mongwe a ne a thubediwa ke mmelaelwa morago ga gore a mo kope go mmoledisa a tswa maitisong. A re mme yoo, wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi, o ne a thusiwa kwa kokelong mme a bulelwa gone letsatsi leo, fa mmelwaelwa ene a tshegeditswe ke mapodisi go fitlhela a iponatsa kwa lekgotleng. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt. Basuti o kaile fa malatsi a boitapoloso a ne a sena ditiragalo tse dintsi tse di maswe mo kgaolong ya gagwe, a re ba kwadisitse dikotsi tsa tsela tse dipotlana di le tharo. O boletse fa mo kotsing e nngwe, koloi e ne ya thula tonki, e nngwe e ne ya wela mo moseleng fa e nngwe e pitikologile kwa tseleng ya Seherelela. A re mo kotsing eo ya boraro mokgweetsi o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme mopalami ene a santse a tlamelwa kwa kokelong. Supt Basuti o ne a akgolela Batswana boitshwaro jo bontle jo ba bo supileng ka malatsi a boitapoloso, a re ba kopa go tswelela fela jalo. A re mapodisi a ne a tsentse leitlho kwa dikgaisanyong tsa softball tse di kgobokanelwang mo toropong ya Jwaneng ngwaga le ngwaga. crime_law_and_justice 1 Puso e itebaganya le go ruruga ga sebete Lephata la Botsogo le Boitekanelo le tlaa simolola lenaneo le le popota la go thibela kanamo ya mogare wa HIV le wa bolwetse jwa sebete gammogo le jwa thosola go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng. Tona wa lephata le, Dr Lemogang Kwape, o buile se fa a rola molaetsa wa letsatsi la mafatshefatshe la bolwetse jwa go ruruga sebete la Phukwi a le malatsi a le masome a mabedi le boherabobedi. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a dumalaneng le moalo wa ditogamaano tsa botsogo ka bolwetse jwa sebete wa 2016 go ya go 2021. Ke sone se lefatshe le le nang le maikaelelo a go nyeletsa bolwetse jwa go ruruga sebete ka ngwaga wa 2030. Dr Kwape a re maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa phokotso ya manokonoko mo go ba ba ka bong ba lwala gore ba bonwe le go fiwa kalafi pele bolwetse bo jwelelela. O ne a tlhalosa gore go na le mehuta ya mogare e le metlhano e e bakang bolwetse jwa sebete mme yone ke A, B, C, D le E. Mogare wa B le C ke one o o bakang dintsho tse di ka tshwarang sedikadike le makgolo a mararo a dikete ngwaga le ngwaga. O tlhalositse fa bolwetse jo bo le matshosetsi mo botsogong jwa setshaba. Dr Kwape a re bolwetse jo, bo gapa matshelo a le sedikadike le dikete di le makgolo a mane ngwaga le ngwaga lefatse ka bophara. A re bolwetse jwa sebete bo sala morago jwa kgotlholo e tona ka dintsho tsa malwetse a a tshelanwang. A re maikaelelo ke go rotloetsa phokotso ya manokonoko ka go hehogela go batla bao ba ba kabong ba lwala gore ba bonwe, gore ba fiwe kalafi pele ga bolwetse bo jwelelela. Tona Kwape a re se se botlhokwa ke gore fa se sa dirwe sentle le ka nako, didikadike di tlaa tswelela di lwala le go latlhegelwa ke matshelo. Tona Kwape o tlhalositse fa puso e tsweletse ka go nonotsha mananeo a go tsaya dipalo tsa malwetse a thosola le HIV gore a tle a lwantshiwe sentle Tona a re kgwetlho e tona ke go fokotsa dipalo tse mo nakong eno di leng magareng ga didikadike tse thataro le lesome go ya kwa go tse di ka fa tlase ga sedikadike ka ngwaga wa 2030. A re maikaelelo a mangwe ke go fokotsa batho ba ba tlhokafalang mo ngwageng go tswa mo sedikadikeng le makgolo a le mane a dikete go ya kwa sephatlong sa sedikadike ka 2030. A re bolwetse jwa sebete bo bolaya bo didimetse ka gore go na le di dikadike tsa batho ba ba tshelang ka mogare mme ba sa itse. Tona a re go na le bosupi jwa gore batho ba le masome a supa le botlhano mo lekgolong ba na le mogare wa sebete o o bakwang ke mogare wa C, mme ba sa itse. Go ya ka lekgotla la mafatshefatshe la botsogo, go na le batho ba ba ka tshwarang didikadike di le makgolo a le mararo le masome a mabedi le botlhano lefatshe lotlhe ka bophara, ba ba amilweng ke mogare wa B le C, mme bontsi jwa bone go sa kgonege gore ba ka tlhatlhobiwa le go fiwa kalafi. Ka jalo, Tona Kwape o tlhalositse gore mo dipatlisisong tse di dirilweng ke lekalana la Botswana Harvard Partnership (BHP), go supagetse fa mekento ya itshireletso e thusitse go thibela megare ya go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng. A re se se diragetse mo karolong e e akaretsang bana ba ba fetang masome a robang bongwe mo lekgolong ba ba neng ba filwe mekento ya itshireletso. health 6 Go tlogela bana ba dikole ba le nosi go borai Go tlhoka go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ga baithuti go tlhalosiwa go ba baya mo diphatseng. Go tlhalositse jalo morutabana wa maemo a magolwane ko sekoleng se segolwane sa Moruakgomo mo phuthegong ya batsadi le barutabana ko sekoleng seo ko Molepolole. Rre Tshepiso Simane o tlhalositse jalo fa a bua ka boitshwaro jwa baithuti ba sekole seo mo phuthegong. A re le fa boitshwaro jwa baithuti bo le botoka, matshwenyego a bone mo nakong eno ke dikgang tsa go tlhoka go tsena sekole sentle le go nyelela ga baithuti ba tlogela sekole. O tsweletse a supa gore mo nakong eno ba mo patlong ya baithuti ba le babedi, mme a re go dingalo go latedisa baithuti bao ka batsadi ba sa dirisanye le bone. Morutabana Simane o tlhalositse gore go tlogela bana ba le nosi ga batsadi ka go nna ko ditoropong le ko masimong ba patikwa ke mabaka a botshelo ga go a siamela bana a re ga go na yo o elang tlhoko gore bana ba tsena sekole sentle, ba dira tiro ya sekole le tse dingwe. A re bangwe ba baithuti ba ba nnang ba le nosi ga ba bone tlhokomelo e e rileng ka bangwe ba ya sekoleng ba sa ipaakanya sentle ka jalo ba sa lebege botoka mo gongwe ba aperwe ke letlhoko. O tsweletse a tlhagisa batsadi go seka ba tlogela bana ba le nosi ka jaana se a re se ba baya mo diphatseng tsa go diriswa botlhaswa ke baagisanyi le masika. A re go ikgatholosa ngwana o mo tsetse ke molato mme a gwetlha batsadi go seka ba itlhokomolosa bana. Go tlhoka tlhokomelo ya batsadi, Rre Simane o tlhalositse gore ga go ame boleng le boitshwaro jwa bana fela, a re seo se ama le dithuto tsa bana tota, a tlhalosa fa se e le sone se dirang gore sekole seo se bo se sa ntse se gatisa maduo a a ko tlase. O tshwaetse gore sekole sa Moruakgomo se tsere maemo a masome a mabedi le boraro mo dikoleng tse di masome a mabedi le bone tsa kgaolo ya Kweneng, mme se se supa gore se gaisitse sekole se le sengwe mo kgaolong eo. Mo tekodisong ya gagwe, mogokgo wa sekole seo Mme Lenthaletse Galeitse o tlhalositse gore ba itemogetse go tlogela sekole ga baithuti ba le lesome mo setlheng sa bofelo sa ngwaga mme a re bontsi ba palo e e ne e le baithuti ba mophato wa boraro. A re bangwe ba tlogela sekole ba fedisiwa pelo ke dithuto tsa tiro ya diatla mme a rotloetsa batsadi go kgothatsa bana go nna le boitshoko le lorato mo tirong ya bone ya sekole. Fa a bua ka maduo a a sa nametseng a sekole seo, mogokgo o gwetlhile batsadi go dirisanya le barutabana go leka go tokafatsa maduo a baithuti. A re sekole se ikaeletse go tokafatsa maduo ka go simolodisa go oketsa nako ya go bala le go dira tiro ya sekole ga baithuti ba mophato wa boraro, nako e a reng e tlaa akaretsa le letsatsi la Matlhatso. O kgothaditse batsadi go tsenya leitlho mo tirong ya bana ba bone gore baithuti ba rotloetsege go dira botoka. Mogokgo o bile a tlhalosa gape gore khudugo ya baithuti ba ba pasang ba isiwa ko dikoleng di sele ke batsadi ba bone go kgoba marapo baithuti ka bone ka jaana go a bo go na le ba ba gaisanyang le bone. Mo go la gagwe, fa a bua ka dikgang tsa madi, motshwaramadi wa sekole seo Mme Peo Badisang o tlhalositse gore batsadi ba banana ba ikgatholosa lekgetho la ditlhabololo la bana ba bone. A re madi a lekgetho ke makgolo a mararo a dipula mme a duelwa ngwaga le ngwaga. O tlhalositse gore batsadi ga ba patelesege go duela madi ao ka nako e le nngwe a re ba ka a duela ka go a kgaoganya. O rotloeditse ba ba kobo dikhutshwane go itshwaraganya le ba boipelego go tlhola gore a ba ka se thusiwe go na le go emela nako e baithuti ba fetsang mophato wa boraro ba bo e le gone ba ikayang fa ba tlhoka thuso ya ba boipelego. Fa a akgela mongwe wa batsadi mo go tsa lekgetho la baithuti, Mme Kabone Modise o tlhalositse fa ngwana e le sethunya mme a re se se tlhoka go nosetswa, a rotloetsa batsadi go iteka go batla madi a lekgetho ka ditsela tsotlhe go intsha ko morago. O tshwantshitse madi a lekgetho le a metshelo e batsadi ba nnang ba e tsena e le tsela ya go itlhabolola mme a re ngwana le ene o tlhoka thotloetso ka jaana kamoso ba tlaa mo nwa moro. Yo mongwe wa batsadi Mme Godiraone Ramontshonyana fa a akgela ka go ikgatholosa bana ga batsadi o tlhalositse gore ba tlogela bana ba le nosi ka jaana bangwe ba batsadi ba filwe mananeo a nyeletso lehuma, fa ba bangwe ba lemile ka jalo ba tlamega go nna ko masimong. BOKHUTLO society 9 Tshwarang dithoto sentle Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong-potlana ya Hukuntsi, Mme Neo Tsietso a re go ngomola pelo go bona bangwe ba ba nnileng le lesego la go abelwa ba sa tshware dithoto sentle. A re go tshwara dithoto botlhaswa go busetsa maitlamo a puso a go lwantsha lehuma kwa morago. O buile se jaana ka Labobedi jaaka barutintshi ba lephata la thuto ga-e-golelwe ba ne ba abela moithuti wa pele, Rre Kamogelo Lekolori pompo kwa Lehututu. Mme Tsietso o gwetlhile ba ba nnileng le lesego la go abelwa dithuso ke puso le makalana a mangwe go babalela dithoto tseo gore di seka tsa ba tswa diatleng. A re gape ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba intsha maswe naleng ka go batla methale mengwe ya go itshetsa go oketsa se ba setseng ba se abetswe gore matshelo a bone e nne a a itumedisang go na le go ikaega ka puso. O ne a iteela lephatha la ga-e-golelwe legofi go bo le bone go tshwanela gore le arabe mokgosi wa puso go thusa ba ba dikobo dikhutshwane mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi. Rre Puso Monare o ne supa fa ba simolotse loeto lwa bopelotlhomogi ka 2012 mme ba seka ba ipona tsapa le fa ba ne ba le palo-potlana. A re ba ne ba tswelela fela ba lomile ka meno mme ba simolola ka go thusa mo-na-le bogole kwa Lokgwabe ka go mmaakanyetsa ntlwana ya boitiketso. Rre Monare a re ba ne ba kgobokanya madi e le babereki fela ba bararo go fitlha ba nna le P5 900 mme ka one ba itshwaraganya le ofisi ya boipelgo gore ba kgone go gokelela Rre Lekolori metsi kwa lwapeng. Fa a latlhela tlhware logonnyana, Moruti Gabokgatlhe Modikele o ne a gwetlha boeteledipele jwa dikereke le jwa metse go ema kgatlhanong le go tshwarwa botlhaswa ga dithoto tse batho ba di abetsweng ka lorato. A re ba tshwanetse go bona gore ba bua ka lentswe le le lengwe go ruta batho ka tlhokomele dithoto ka seo e tlaa bo e le tsela ya go thusa go babalela seriti le serodumo sa maiteko a puso le ba ba ikemetseng go lwantsha lehuma. Rre Lekolori o ne a amogela ka tsoo-pedi, a solofetsa fa a tlaa nna sekao ka go tlhokomela dithoto tsa gagwe. Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego, Rre Leletlanye Molaakgosi a re khansele-potlana ya Hukuntsi e dira ka bojotlhe go fitlhelela maikaelelo a puso a go neela batlhoki bonno jo bo eletsegang, mme a tlhalosa fa ba tlhotsa ka ba lebanwe ke letlhoko la madi. A re ba kgonne go bona madi a tlaa ba kgontshang go thusa batlhoki ba le masome a marataro fela monongwaga mme a ikuela mo setshabeng go otlolola letsogo go thusa. Bokhutlo society 9 Ngwaga o ke wa diphetogo - Tshireletso Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse banni ba metse ya Dovedale le Kudumatse go bo ba tsweletse ka go phepafatsa metse ya bone. Mme Tshireletso yo gape e leng mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o buile se fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng. A re go botlhokwa thata go bo metse ya bone e le phepa bogolo jang ka ngwaga o go ketekwang dingwaga tse di masome a matlhano tsa boipuso. O ba kgothaditse go tshwara fela jalo ka se, se thusa gape le tikologo ga mmogo le botsogo ja bone. O ne a ba gakolola gore boipuso jwa monongwaga ke jwa maemo a ntlha ka jalo puso le yone e rebotse gore fela fa kgwedi ya Lwetse e simolola Batswana botlhe bo ba apara mebala ya fologa ya lefatshe leno letsatsi le letsatsi. A re boipuso jo, bo tsile go ketekwa ka gotlhe mo banni ba ka go kgonang, a tlatsa ka gore e tlaa re gone ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano dikereke tsotlhe mo lefatsheng ka bophara go bo go tsene merapelo mo dikgotleng go rapelela boipuso. Le fa go ntse jalo, mo go tse dingwe, Mme Tshireletso o ne a tlhalosetsa banni ka fa a sa itumeleleng ka fa ba sa tseyeng mananeo a puso ka teng. A re ba ba tsereng mananeo a, ga ba a tlhokemele sentle, mme a ba gakolola gore mananeo a, ke tsela nngwe e puso e e dirang go tlhama ditiro le go leka go lwantsha lehuma mme batho ga ba a tseye tsia. O ne a tlhalosa gore se se botlhoko ke go bona banana ka bontsi bogolo jang kwa Kudumatse ba tsena mo seatleng mme a ba kgothatsa go tsaya mananeo ba a dirise mme ba a tlhokemele. Mme Tshireletso a re mananeo a tshwana le la LIMID ga le tlhaole le kgona go tsewa ke botlhe, banana le bagolo ka jalo ba iketleetse ba tseye mananeo mme ba a dirise ba a tlhokomele gore ba tswe mo lehumeng. Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a ba lekodisa ka tse di dumalanweng kwa palamenteng, di akaretsa molao wa go simolola go dirisa maranyane mo ditlhophong. A re tiriso e ya maranyana e tsile go leka go fokotsa mosuke ka nako ya ditlhopho mme e bile gape e tsile go dira gore maduo a tswe ka pele. O ne a tlhalosa gore gape le nako ya ikwadisetso ditlhopho e tsile go katolosiwa gore batho ba kgone ba ikwadise ba le bantsi. O ne a tlhalosetsa banni gore ba se tshwenyege ka go tsile go dirwa dithuto fela tse di tseneletseng gore setshaba se rutwe ka mochine oo nako e sa ntse e le teng gore ba seka ba tsietsega. Kwa Kuduamatse, Kgosi Mokgweetsi Ketshabile o ne a itela ka borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa gagwe. Kgosi Ketshabile a re borukutlhi jo bo gakadiwa thata ke go bo mapodisi a motse wa gagwe a sena koloi, mme ba sokola go ka dira tiro ya bone sentle. BOKHUTLO environment 5 Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele Batswana ba rotloediwa go ithuta go leboga fa ba bone se ba neng ba se kopile. Go rotloeditse jalo mothusa tona wa thuto, Rre Patrick Masimolole kwa phuthegong ya kgotla kwa Ranaka mo Kgaolong ya Borwa bosheng. Mothusa tona a re ba tshwanetse go leboga Modimo mo dikgotleng morago ga go amogela dipula tse di namagadi tse di neleng bosheng. O boletse fa Batswana ba na le mowa o o maswe wa go lebala Modimo fa o sena go araba dilelo tsa bone. Rre Masimolole o tlhalositse fa Tautona a rotloeditse gore mo diphuthegong tsotlhe fa Batswana ba kopane, ba leboge Modimo go bo o nesitse dipula tse di dirileng gore gompieno balemi ba bo ba simolotse go ja legwetla fa leruo lone le tsentse nama. O boletse fa batho ba sa tshwanela go nna ba kgala fela le go ngongorega, mme fa tse dintle di diragetse ba sa leboge. O kgadile ba ba kgalang puso mme tse dintle tse e di dirang ba sa di lebogele. Rre Masimolole o boletse fa batho bangwe ba kgala puso fela le fa e tlhasetswe ke dibetso tsa tlholego tse e ka sekeng e di laole jaaka leuba, merwalela le malwetse. O ne a kgala batsadi ba banana ba ba tlogelang bana le bo nkukuabone ba ela ruri kwa ditoropong. A re ba bangwe ba boa ba tla botsetsing, mme ba rwese basadibagolo mekgweleo. Rre Masimolole a re go tlogela bana ba sekole le basadibagolo go dira gore bana ba seka ba ithuta sentle ka bagolo ba sa itse sepe ka sekole le gone go bala le go kwala tota. O boletse fa basadibagolo ba palelwa le ke gone go tsena diphuthego tsa barutabana le batsadi ka ke dikoa ba palelwa ke botsofe. A re dikole tse di ikemetseng ka nosi di dira sentle ka gore batsadi ba duelela bana e bile ba tsena diphuthego tsa sekole ka botswapelo. O tsweletse a re batsadi ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di gagametseng fa ba sa duele madi a ditlhabololo, mme a kopa gore bagokgo ba seka ba ganela bana ka ditlankana fa ba sa duela ka gore ga se molato wa bone ke wa batsadi. Fa ba akgela, batsadi ba dudueleditse mogopolo wa gore bana le fa ba sa duela ba neelwe ditlankana gore ba tswelele le dikole kana ditiro, mme ba nna ’bete se molangwana fa go twe batsadi ba sekisediwe go tlhoka go duelela bana. Batsadi ba ne ba ngongorega ka letlhoko la matlo a boroko a barutabana, ba bolela fa go tlhakanela matlo go tsosa dikgotlhang tse di felelang di kgoreletsa tiro. Ba boletse fa barutabana ba amogela lemme le mororo ba tshwaragane le bothata jwa go simolola bana kwa tlasetlase. Ba ne ba supa fa mangwe a matlo a borutelo a onetse. Rre Masimolole o ne abela komiti ya ditlhabololo P1 000. BOKHUTLO society 9 Rotary Club le UB ba fa Mochudi Resource Centre lerato E re ka jaana go tlhwaelesegile gore ka letsatsi la tlhakole a le lesome le bone lefatshe ka bophara batho ba supa lerato mo go baong ba ba tshelang le bone ba mokgatlho wa Rotary Club le baithuti go tswa Unibesithi ya Botswana ba dirile seo ka go abela bana ba sekolo sa Mochudi Resource Centre sa batlhoka pono dimpho. Fa a amogela dimpho go tswa kwa go ba Rotary club tse di akaretsang mokwalo wa braille le dijo mogolwane wa sekolo seo Mme Sophie Moalosi o tlhalosa fa e se lantlha ba mokgatlho oo ba abela sekolo seo dimpho.A re botsalano jwa bone le mokgatlho oo bo tswa kgakala a supa fa bontsi jwa didirisiwa tse ba di dirisang mo sekolong ba ne ba di abelwa ke bone a tlatsa ka gore dimpho tseo di ya go tlisa pharologanyo e tona mo baneng bao ba a supileng fa ba le 82 ka palo. O boletse fa mokgatlho wa Rotary o nnile le seabe se se tona mo kgolong ya sekolo seo a tlhalosa fa bogologolo ba ne ba tlhokomela bana ba le masome a mararo fela ba lebile kago ya sekolo mme fa mokgatlho oo, o simolola go ba thusa ne ba ba atolosa dikago a re mo bogompienong ba kgona go tlhokomela palo e ntsi ya bana. O ne a supa fa ba na le setsha se ba batlang go aga matlo a borutelo le boroko mo go sone mme a re ba mokgatlho oo ba ne ba ba thusa ka moalo le gone go ba thusa ka leano le ba ka batlang madi ka lone.Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ba DTC Botswana ba supile fa ba ka thusa mo go ageng matlo a mangwe mme o ne a kopa setshaba go thusa fa ba ka kgonang teng. Fa a tswa la gagwe Tautona wa mokgatlho oo Rre John Cunliffe o ne a tlhalosa fa madi a ba a dirisitseng go reka mokwalo wa braille ba a filwe ke bangwe ka bone go tswa kwa lefatsheng la Sweeden.A re dijo tsone ba ne ba di reka e le ba mokgatlho oo kwa Gaborone a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga fa o fela le fa o simolola ba itlamile gore mongwe le mongwe wa bone fa a rekela ba lelwapa la gagwe dijo bontlha bongwe o bo isa kwa mokgatlhong gore ba kgone go abela bao ba ba tlhokang. O tsweletse a supa fa ba sa thuse ba sekolo seo fela mme ba thusa batho lefatshe ka bophara ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.E rile a fa malebo mopalamente wa Mochudi Bophirima Rre Gilbert Mangole o ne a iteela legofi ba mokgatlho wa Rotary a tlhalosa fa ba leboga kemo nokeng e ba e fileng sekolo seo a tlatsa ka gore ba supile fa ba tlhaloganya le go amogela letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e lorato ebile e le kutlwelobotlhoko. A re ba lemoga fa mekgatlho e e ikemetsen ka nosi e di goga kwa pele mo go tlhabololeng lefatshe leno mme o na a supa fa nako e tsile ya gore goromente a nne le seabe se segolo mo go thuseng makalana a a tshwanang le a MRCB.O tsweletse a supa fa goromente a sekaseka molao wa ba-na-le-bogole gore o baakangwe mme o ne a re fa o goroga kwa palamenteng ba tla tlhomamisa gore molao oo o diragadiwe ebile ba-na-le-bogole ba tle ba thusiwa fela thata. O ne gape a akgola ba kereke ya Dutch Reformed mo Mochudi a supa fa ba eme dikolo tsa ba-na-le-bogole mo motseng wa Mochudi.E ntse e le tsa moletlo wa kabo dimpho fa a bua mo boemong jwa baithuti ba Mmadikolo Rre Alex Kgotlaetsile o ne a supa fa dimpho tseo tse di akeretsang melora e e tlhatswang le e e tlhapang ba ne ba ntsha mo dipateng tsa bone go rekela bana bao . Rre Kgotlaetsile o ne a tlhalosa fa ba ne ba diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e kgathalang ebile e le kutlwelobotlhoko godimo ga moo a re ke tsela e mo go yone ba supang lorato gore bana bao le bone ba ikutlwe e le batho ba seka ba nna ka mowa wa boitlhobogo. society 9 Kgari o atla kamogano marapo Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o akgoletse lelwapa la bogosi kwa Hatsalatladi go amogana marapo go sena manganga ape. O ne a rolela banni ba motse oo Kgosi Saki Gabanamotse yo o ntseng a tshwareletswe ke rangwanaagwe Kgosi Ponatshego Gabanamotse. Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ne ga tshwarwa dipuisanyo tse di telele fa Kgosi Saki a ne a tshwanetse go tlhatlhama rraagwe, mme ga dumalanwa gore rangwanaagwe a mo tshwarelele. Kgosikgolo o ne a akgolela Kgosi Ponatshego go etelela morafe ka botswerere mme a ithotse marapo go sena manganga. O tlhalosiste fa e rile mafelo a ngwaga o o fetileng a ne a kwalela Kgosi Ponatshego go supa fa sebaka se se dumalanyweng sa go tshwarelela ga gagwe se wela mme a supa boikarabelo le go tlotla tsamaiso le mowa wa kagiso. O ne a kopa banni go amogela kgosi ya bone, go mo fa tlotla le go dirisanya le ene sentle. Kgosi Saki ene o ne a gakololwa go sekegela tsebe dilelo tsa banni ba motse oo a sa gogele kobo ntlha epe. “Le seka la mo felela pelo mme le itetle go bereka le ene sentle,” ga gatelela jalo Kgosi Kgari. Mo kakgelong ya gagwe, Kgosi Ponatshego o supile fa a rata Kgosi Saki thata ka e bile a mo godisitse. A re o maswabi ka batho bangwe ba ne ba akanya gore o tlaa ganelela mo setilong. O ne a lebogela Kgosi Kgari seabe sa gagwe mo thokgamong e e renang mo Hatsalatladi ka go tsamaisa dikgang tsa one sentle. O gakolotse Kgosi Saki gore kgosi ke kgosi ka batho mme a itlama go mo ema nokeng mo tirong ya gagwe. Kgosi Saki ene o ne a leboga thata borangwanaagwe segolo jang Kgosi Ponatshego ka go mo tshwarelela setilo mme a re ba segile tema e a tlaa e tsweledisang. O solofeditse morafe gore dikgoro tsa gagwe di tlaa bo di butswe le gore dikgakololo di a amogelesega. A re o eletsa gore batshwarelela bogosi lefatshe ka bophara ba ka tsaa malebela mo go se rangwanaagwe a se dirileng ka se ka tsisa thitibalo mo dikgannyeng tsa bogosi. Morafe o ne wa amogela Kgosi Saki ka mabogo oo mabedi. O simolotse tiro semmuso kgwedi eno e rogwa. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o rotloetsa lenaneo la SHHA Kgosi Malang Galeate wa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o kgotlhaditse banni ba motse wa gagwe go dirisa lenaneo la go thusa batho go ikagela matlo a bonno la Self Help Housing Agency (SHHA) go ikagela le go tlhabolola malwapa a bone,ka jaana ba santse ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya letlhoko la bonno. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Galeate a re ntswa morafe wa gagwe go lebega o nyoretswe go ithusa ka mananeo a a farologanyeng a puso a tshwana le a nyeletso lehuma,ba santse ba le maoto a tshupa mo go ikopeleng lenaneo la SHHA le le neng le ka fokotsa kgwetlho ya letlhoko la bonno. A re ka lenaneo le,puso e ikaeletse go thusa Batswana segolo jang ba ba kobo dikhutshwane go ikagela matlo a a botoka a e ka reng ka dinako tsa dipula a kgona go itshetlela, mme a ba kaela fa le tshwana fela le mananeo a puso a a teng a a thusang setshaba go tswa mo lehumeng. A re ntswa tautona a ne a ntsha ikuelo gore Batswana ba ba kobo di magetleng ba thusiwe ka go agelwa bonno,ga se botlhe ba ba tla kgonang go bona sebaka sa go thusiwa ka lenaneo le, ka gobane botlhoki bo santse bo le bontsi mo lefatsheng leno, mme a kopa ba ba kgonang go ikopela mananeo a tshwana le la SHHA. A re puso e dirile maiteko a le mmalwa go leka go tlhabolola matshelo a Batswana ka ditsela tse di farolonyeng ,mme jaanong go saletse bone go ikemela ka dinao ka go inaakanya le mananeo ao go lwantsha lehuma le le ba apereng le gone go tlhagafalela dithuso tseo fa ba setse ba di abetswe. O ne a tswelela ka go rotloetsa banni ba motse wa gagwe go tswelela ba dira ka natla le gore ba seka ba fela pelo mme ba dire tsotlhe tse di tlhokafalang gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bonne mme ba itlhokomolose tumelo ya bangwe ya gore mananeo a puso a thata go bonwa. O ne gape a kgotlhatsa banana go ikopela ditsha tsa ditshimo mme ba di tlhabolole gore ba kgone go akola mananeo a puso e a tlhamileng a tshwana le la ISPAAD ka a ka ba thusa go itshimolodisetsa dikgwebo go fokotsa kgwetlho ya letlhoko la ditiro e e ba lebaneng. Kgosi o ne a tswelela ka go lemotsha banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla ba direla sengwe le sengwe,a re le bone ba tshwanetse go iphataphatela gore ba itshetse. Go ntse go le foo,Kgosi Galeatle o ne a kopa maphata a puso go etela morafe go amogana le bone dikitso ka mananeo a puso a farologanyeng,a kaya fa bangwe Batswana ba santse ba saletse morago mo go ikopeleng mananeo a ka ba santse ba tlhaelo kitso ka one ka ba le kgakala le ditlamelo. society 9 Tona o rera tlhabololo ya itsholelo Tona wa Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo Mme Bogolo Kenewendo o kgothaditse setshaba go thusa go godisa itsholelo ka go dumela mo go tse di dirwang mono gae. Mme Kenewendo o buile jaana mo thuto-puisanyong ya go isa ditlamelo kwa bathong ke makalana a lephata la gagwe kwa Mogoditshane ka Laboraro. O tlhalositse fa lefatshe leno le ka fitlhelela toro ya go tlhabolola itsholelo fa Batswana ba ka ema nokeng dithoto tse di dirwang mono, tse e bileng go solofelwa gore e nne tsa boleng jo bo eletsegang. A re ga go na jaaka Botswana a ka fitlhelelng ditoro tsa go tlhabolola itsholelo fa bareki ba emetse kwa thoko, ba sa eme nokeng dithoto tsa bagwebi ba lefatshe la bone. Tona o tlhalositse fa maikaelelo magolo a thulaganyo eo, e le go buisanya le morafe ka ditirelo tsa lephata la gagwe le go thusa go nonotsha dikitso le go ba thusa go itse se se tlhokwang ke mebaraka ya mafatshemafatshe. Tona Kenewendo o ne a lekodisa batsena thuto-puisanyo eo gore e re ntswa a dumalana le gore tse lephata le di dirang ga di a lekana, go araba matshwenyego a bagwebi ba lefatshe leno, ba tsweletse ka go tlhama mananeo a a thusang go tokafatsa seemo se. A re ba tsweletse ka go dira dithulaganyo tse dingwe tsa tsone di atlegileng ka maikaelelo a go fa Batswana dithata tsa go tokafatsa itsholelo, a a fa sekai ka kgang ya thekiso ya metsi, a tlhalosa fa go ne ga tsewa tshwetso gore go rekwe a a dirwang mo gae. O ne a tlhalosa fa tshwetso e, e nnile katlego e kgolo mo tsamaisong ya lephata la gagwe. Mme Kenewendo a re maikaelelo a bone ga se fela go godisa itsholelo ka dipalo, mme kgang kgolo ya bone ke ba go netefatsa gore ba fa Batswana dithata le go thusa go fetola matshelo bone. A re lephata la gagwe le tshwere ka natla go tswa ka mananeo a go thusa go tlhabolola itsholelo, mme a supa fa katlego ya seo e ka kgonega fa ba-na-le seabe botlhe ba ka tshwaragana mo tirong ya go thusa go tlhabolola bagwebi. Dingwe tsa tseo, o supile fa e le go tokafatsa molawana wa tshimolodiso ya kgwebo gore e seka ya nna motsopodia fa e le ya tse di seng borai mo matshelong a batho, e bile di se na bothata jwa go ka kgotlela tikologo. Tona a re thulaganyo ya go kopana le setshaba gangwe le gape ke go abelana dikitso le go itemogela se e leng dikgoreletsi mo tsamaisong ya go tlhabolola dikgwebo ka go betla methale ya ka fa di ka tokafadiwang ka teng. E rile a tlhalosa maikaelelo a bokopano joo, mogolwane mo lephateng la dikoporase Mme Thapelo Monatshe a supa fa maikaelelo magolo a bokopano joo e le go tlhatlhelela setshaba ka dikitso tsa kgwebo, go ba ema nokeng le go fa bogakolodi jo bo ka ba thusang go tlhabolola dikgwebo, go thusa go ntsha dithoto tsa boleng, ga mmogo le go rotloetsa kemo nokeng ya dithoto tsa mo gae. society 9 Tshireletso o rola melao e e fetisitsweng Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re melao mengwe e ntse e kgoreletsa Batswana go tsena mo kgwebong. Rre Lelatisitswe, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo le Boteikanelo, o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Mokubilo bosheng. Ke sone se palamente e dirileng melao mengwe go tokafatsa seemo. Mopalamente a re melao mengwe e e fitisitsweng kwa palamenteng e e akaretsa wa go supa dithoto le dikoloto ga mapalamente. Rre Lelatisitswe a re molao o gwetlhelwe ke dikgang tsa tshenyetso setshaba. A re go ntshitswe badirelapuso bangwe mo go ba ditiro tse difaphegileng a tlatsa ka gore barutabana bone ba tlaa dira lekgotla le le ba laolang la Botswana Teaching Council le ba tlaabong ba kwadisiwa se mmuso mo go lone. Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti eo, Rre Thatayamodimo Xabuwe, o boletse fa Mokubilo a g tlhoka phatlalatso ya metsi. Rre Xabuwe a re lephata la kabo ditsha le tsere lebaka le leele le sa beye ditsha, a tlhalosa gore banni ba sa le ba kopile ditsha ka 2012. A re ba sa le ba solofeditswe go agelwa ofisi ya poso, mme nako kgolo ke eno. Rre Xabuwe a re ba na le dingwaga ba ntse ba lela ka dikoloi tse di fetang mo motseng ka lebelo le le kwa godimo. O ngongoregile gape ka lephata la diphologolo a re ga le tsibogele dipego tsa tshenyo ya diphologolo a tlatsa ka gore madi a phimolo dikeledi le o ne a diega. Monni wa Mokubilo, Mme Bakwi Bakwadi a re ba bolawa ke tlala ka ditlou di ba senyeditse masimo. Mme Bakwadi a re matshwenyo magolo ke gore lephata la diphologolo ga le nke le tla go bona tshenyo ebile phimolo dikeledi e a diega. Mogolwane wa lephata la diphologolo, Rre Tshegofatso Galeboe o tlhalositse fa kgaolo ya Boteti e le bophara mme ebile ba na le tlhaelo ya dikoloi le bodiredi. Rre Galeboe o ne a rotloetsa banni go boloka masupi ka jaana tsamaiso ya bone e le go duela ka masupi. Modulasitilo wa lephata la kabo ditsha la Letlhakane, Rre Kelentse Mawaya a re kabo ya lefatshe kwa Mokubilo e diilwe ke lenaneo la Makgadikgadi Study Plan mme a supa fa le le gaufi le go wela. society 9 Tshenyetso setshaba e tlhaetsa meamuso Mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Mompati Seleka, a re tshenyetso setshaba e tshwanetse ya emisiwa gore itsholelo e kgone go gola. O buile jalo kwa kabong ya dipompo di le pedi tsa metsi le terata e e ageletseng malwapa a ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ke komiti ya twantsho borukutlhi kwa Moshupa bosheng. Rre Seleka o boletse fa ditiro tsa bopelotlhomogi di ka tswelela pele fela fa go ka lwantshiwa tshenyetso setshaba. “Bagaetsho, re tshwanetse ra lwantsha tshenyetso setshaba ka go sena gore Batswana ba ka bona ditlamelo jang fa e ka tlogelwa e ya magoletsa. A re tshenyetso setshaba ke mmaba wa ditlhabololo ka jalo khansele e dule ka mananeo a ka one e ikaelelang go tlhagisa setshaba ka ditlamorago tsa yone. Le fa go ntse jalo, Rre Seleka o ne a akgolela bodiredi jwa khansele-potlana ya Moshupa go bo bo dira ka natla e bile bo lemoga letlhoko la morafe o bo direlang mo go one jaaka ba malwapa a goora Kgabo le Ramatlhakola ba ba abetsweng dipompo le diterata. E rile a ntsha la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Isaiah Odirile a leboga komiti ya twantsho borukutlhi ya Moshupa ka tiro ya bone ya bobelotlhomogi. Rre Benjamin Mogodi yo e leng modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa ene o ne a bolela fa a solofela fa komiti e e tlaa tswelela ka mowa wa go direla setshaba. O ne a ba akgolela tiro e ntle e ba e dirang a re se ke nngwe ya melhale ya go nyeletsa lehuma mo setshabeng. society 9 Botlhe ba tshwanetse go fema dikotsi Mogolwane wa lekalana la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund, Rre Keitumetse Nkala o kopile setshaba ka kakaretso go tsaya karolo mo go fokotseng dikotsi tsa tsela. Mo moletlong wa segopotso sa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela o o neng o tshwaretswe kwa Kedia mo kgaolong potlana wa Boteti bosheng, Rre Nkala a re go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, letsapa, go dirisa ditagi, tiriso ya mogala wa letheka le go gaisana mo tseleng ga bakgweetsi ke dingwe tsa dilo tse di gogang kwa pele go baka dikotsi tsa dikoloi tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo kgotsa di tlogelang bangwe ba na le bogole. A re le fa lephata la ditsela le dipagamo le ruta setshaba ka ipabalelo tseleng, dikotsi tsa dikoloi le melato ya tsela di tsweletse ka go diragala, jalo a gakolola batho gore fa ba palame dikoloi mme bakgweetsi ba siana thata, ba tshwanetse go ba gakolola gore ba fokotse lobelo mme fa ba gana ba ba kope go ba folosa go somarela matshelo a bone. Rre Nkala a re le fa dipalo di supa gore go na le phokotsego ya dikotsi monongwaga go na le tsa ngogola, seemo sa dikotsi se a tshwenya ka jaana go latlhegelwa ke motho a le mongwe mo kotsing ya tsela ke tatlhegelo e kgolo mo go ba losika le lefatshe. O gakolola batsamaya ka dinao go apara dilwana tse di nang le mebala e e bonalang fa go le bosigo gore bakgweetsi ba kgone go ba lemoga. O gakolotse batsadi gore ba seka ba letlelela ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano go kgweetsa sekotsekara, a tlatsa ka go re batho ba tshwanetse ba tsenye dikotsekara dipanyapanya gore di bonale fa ba tsamaya ka tsone bosigo. Rre Nkala o ba rotloeditse go ipopa ditlhopha go dira dikomiti tsa ipabalelo tseleng mo motseng mme morago ba itshwaraganye le ba MVA gore ba ba thuse ka madi le go ba rutuntsha gore ba kgone go tsamaisa dikomiti tsa go nna jalo. Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo a re ba tshwenngwa ke dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya Boteti, segolo jang kwa Letlhakane ka ba gatisitse dikotsi di le makgolo mabedi, masome a fera bobedi le bosupa fa e sale ka Hirikgong monongwaga, mo go tsone go tlhokafetse batho ba lesome le boraro kwa Letlhakane ba le batlhano ba teng e le batsamaya ka dinao fa kwa Orapa go tlhokafetse ba le babedi. Superintendent Khumo a re gantsi batho ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela ke banana ka bangwe ba abo ba se na diteseletso tsa go kgweetsa, a tlatsa ka go kopa batsadi go emisa go neela bana dikoloi. Kgosi wa Kedia, Rre Simane Akanyang o lebogile lephata la ditsela le dipagamo go bo ba tlhophile motse wa bone go tshwarela moletlo o mo go one gore ba tle ba kopanele mathata a dikotsi tse di gapang matshelo a batho. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go bolaya ga se tharabololo ya mathata Banana ba gakolotswe ba bo ba kopiwa go tlogela mokgwa wa go bolaya bakapelo ba bone ka e se yone tharabololo. Kopo e builwe ke moookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia, mo potsolosong morago ga gore monna mongwe a bolaye mokapelo wa gagwe mme morago le ene a ikgapele botshelo. Mookamela mapodisi a Werda o ne a tswelela ka go tlhalosa fa tiragalo e diragetse kgwedi eno e tlhola letsatsi kwa polasing ya Filnt gaufi le motse wa Bray/ Hereford. Superintendent Ramatsia o ne a supa fa e ne ya re kgwedi eno e tlhola letsatsi mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro a etela mokapelo wa gagwe kwa a neng a direla teng kwa polasing eo, mme go belaesega fa e ne ya re morago ba tlhoka dikutlwisisano mo a neng a felelela a mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo molaleng mme a tlhokafalela teng foo. Rre Ramatsia o kaile fa ene ya re morago ga tiragalo eo monna yo o wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano ka go lemoga fa mme yo o a setse a tlhokafetse le ene a ya go ikgapela botshelo ka go ikaletsa. Mookamela mapodisi a Werda o tlhomamisitse fa direpa tsoo pedi di rometswe kwa sepateleng sa Marina go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. O boletse fa ba masika ba setse ba itsisitswe mabapi le tiragalo ee masisi eo. Supuritendent Ramatsia o ne a kaya fa gantsi ditiragalo tsa mofuta oo di diragalela banana mme go lemosegile fa nako nngwe ba tla a bo ba le mo kgatelelong ya dinotagi O kaile fa baswi bao ba wa mme a tlholega kwa Thangane mo kgaolong ya Ngwaketsi fa wa Rre ene a tlholega teng mo Werda. Mookamela mapodisi a Werda o ne a gakolola bogolo jang banana go emisa ditiragalo tsa dipolaano ka e se yone tharabololo mme ba kope dithuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa mapodisi, dikgosi, ba boipelego, batsadi le ditsala tsa bone go ba sidila maikutlo le gore molemo wa kgang ke go buiwa. crime_law_and_justice 1 Thuto ya ngwao e botlhokwa Mothusa kgosi wa ga Malete, Kgosi Tsimane Mokgosi a re go botlhokwa go rutana ka dingwao tse di farologaneng tsa merafe ya lefatshe leno. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao kwa Jwaneng. A re go farologana ga dingwao tsa merafe ya Botswana go tletse boleng jo bo tshwanetseng jwa aroganwa ka go rutanwa. A re dithuto tse di tshwanetse gape tsa fetisediwa kwa baneng gore di thuse go aga setho sa bone. “Go ruta bana ngwao ke go ba ruta boikarabelo gore ba tsoge ba na le boleng, gore ba farologane le dibopiwa tse dingwe ka boitshwaro. Bogologolo thuto e e ne e dirwa ka meila, dinaane, diane le dithamalakane.” Kgosi Mokgosi a re ke maikarabelo a batsadi go ruta bana ditso le ditsamaiso tsa segabone gore ba gole ba na le seriti. A re le bone e le baeteledipele ba setso ba na le boikarabelo jwa go rotloetsa go tokafatsa matshelo a merafe e ba e eteletseng pele. A re se se raya gore ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang ga ngwao go rotloetsa le go tokafatsa matshelo a merafe. O boletse gape gore go botlhokwa go ruta bana methale ya go nonotsha ngwao gore e kgone go tsenya letseno go tokafatsa matshelo le itsholelo. A re go botlhokwa go somarela ngwao le go sega melelwane gore ba seka ba iphitlhela ba amogane ditshetlana dingwe le batho ba di sa ba tshwanelang. A re dilo di tshwana le patlo ya Setswana ke diteng tsa ngwao tse di sa tshwanelang go itsewe ke mongwe le mongwe go fitlhelela ba goroga mo go tsone. Mokwaledi wa makgotla a Setswana mo Jwaneng Mme Lady Mokgadi o ne a tlhalosa fa ba bone go le botlhokwa go ipelela ngwao ka maikaelelo a go tsosolosa le go rutana ka dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo toropong e. A re e re ka jaana Jwaneng e le makgatlhanela thapong, go botlhokwa gore gangwe le gape morafe o kopane o gakololane ka dingwao tse di mo toropong eo, gammogo le go di ruta le bana ba dikole. E ne e rile go le pele kgosi wa Raphalane Rre Nkaelang Lekgoa a kgothatsa morafe go emela moletlo wa ngwao ka dinao go godisa ngwao mo toropong eo. A re dikomiti tsa motse di tshwanetse go tsaya boikarabelo go netefatsa gore moono o, o a atlega ka jaana e bile o itebagantse le go tokafatsa matshelo a batho. Moletlo o o ne o tshwerwe ka setlhogo se se reng; Ngwao Bokamoso Jwa Rona Rotlhe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dikgosi di ngongorega ka nnotagi Dikgosi di ngongoregile ka tiriso ya nnotagi phetelela e e felelang e baka dikotsi mo metseng ya bone. Se se builwe ke Kgosi Keleofile Phihadu wa motse wa Werda mo letsatsing la ipabalelo tseleng le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Makopong bosheng. Kgosi Phihadu o kaile fa dikotsi tse dintsi di bakwa gantsi ke go nwa bojalwa phetetela. O supile fa kwa motseng wa gagwe bontsi jwa batho bogolo jang banana, ba nna fela kwa marekisong a bojalwa ka mafelo a beke le ka malatsi a boitapoloso . Kgosi Phihadu a re ba tsamaya bosigo ka dikoloi tsa bone ba nole bojalwa mme seo se dire gore ba seka ba obamela matshwao a tsela. O kaile fa bojalwa bo sa siama ka bo ka baka dikotsi le go ama botsogo jwa motho. O ne a gakolola bakgweetsi go ela tlhoko tsela ya Makopong –Werda ka nako tsotlhe go tila dikotsi; e a kaileng fa e le dikhuti e bile gape leruo le gobea mo yone bosigo le motshegare. O ne a kgothatsa ba ba nwang bojalwa, bogolo jang banana, go tlogela go nwa bojalwa phetelela ka bo ka ba senyetsa bokamoso; a ba gakolola fa e le bone babusi ba lefatshe leno ba kamoso. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, Kgosi David Seetelo Toto II, o ne a tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le go gopola ba ba latlhegetsweng ke botshelo mo dikotsing tsa tsela. O ne supa fa malwapa a feta sedikadike a tlhokafaletswe ke ba masika lefatshe ka bophara. A re se se utlwisang botlhoko ke gore banana, bogolo jang bana ba dikole le babereki, ke bone ba ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela, a kaya fa bojalwa bo na le seabe se se ntsi mo dikotsing tseo. O kaile fa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga ono go fitlha kgwedi ya Ngwanaatsele e le lesome le boraro go setse go tlhokafetse batho ba le 349, fa ngwaga o o fetileng ba ne ba le 338 mo sebakeng se se tshwanang. Kgosi Toto II o ne a kgothatsa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao, ka go supa boikarabelo mo dikgannyeng tsa mofuta o, a re puso e ka seke e kgone e le nosi. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di ama itsholelo ya lefatshe ka puso e felela e senyegelwa thata fa e thusa ba ba wetsweng ke seru. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa komiti kgolo ya ipabalelo tseleng le bana le seabe ba tla tswelela ba bereka mmogo go tlhomamisa gore molao oa diragadiwa le gone go tsibosa, go ruta le go gakolola setshaba ka nako tsotlhe ka ipabalelo tseleng. O ne a tlatsa ka go kopa bakgweetsi, badirisi ba tsela le setshaba ka kakaretso go ikela tlhoko, ba netefatsa gore matshelo a bone a babalesegile mo dikotsing tsa tsela jaaka go lebilwe malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Moeteledipele mo lephateng la dipalamo le ipalelo tseleng mo Tsabong, Rre David Wadikwanyana, o ne a kaya fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntata ya dikotsi tsa tsela; go gasa molaetsa; go gakolola le gone go buisana le morafe; le go tswa ka ditharabololo tse di ka thusang go emisa dikotsi tsa tsela mo lefatsheng leno. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa komiti ya ipabalelo tseleng e bopilwe ka maphata a puso a a farologaneng go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela, morago ga gore puso le setshaba ka kakaretso ba tshwengwe ke dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba matshelo a bone a gapilweng ke dikotsi tsa tsela. Motswasetlhabelo mongwe wa kotsi ya tsela, Mme Kegomoditswe Gaorekwe, o ne a tlhalosa fa a ne a amega mo kotsing ya tsela ka ngwaga wa 1991 a na le dingwaga di le lesome le borataro, a supa fa a ne a kopile mosepele mo koloing nngwe. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa koloi eo e ne ya pitikologa mme a sala ka dikgobalo tse di masisi tse le mo nakong ya gompieno di sa mo tshidiseng sentle. Mme Gaarekwe o ne a gakolola batsena moletlo oo go dirisa dipalamo tsa setshaba ka e le tsone tse di ba babalesegile botoka go na le go dirisa dikoloi tsa beng. Inspetor Tulu go tswa mo sepodising sa pharakano mo Tsabong, o supile fa mabaka a gantsi a bakang dikotsi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e le go kgweetsa ka fat lase ga kgatelelo ya dinotagi kana bojalwa; go kgweetsa ntle le teseletso; go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng; go tlhoka go dirisa mabanete a itshereletso le gone go kgweetsa dikoloi tse di sa itekanelang. Fa a itebaganya le dikotsi, Mme Tulu o supile fa go nnile le dikotsi di le masome a robang bobedi mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa mme go tlhokafetse batho ba le boferabobedi. O ne a gwetlha bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe go hema dikotsi. Sub Inspector Kemmonye Fokotsang go tswa kwa Werda, o ne a tlatsa Mme Tulu ka go supa fa molato o montsi o ba o gatisang mo motseng wa Werda le e e mabapi, e le wa go kgweetsa ntle le setlankana kana teseletso; a supa fa ba setse ba tshwere batho ba le masome a mane le bongwe mo bogompienong. Sub inspector Fokotsang o ne a supa fa gape ba tshwenngwa ke dikotsekara tse di tsamayang masigo di sena dipone. O ne a kopa gape barui go tlhokomela leruo la bone ka gantsi le gobea fela mo tseleng mo le felelang le baka dikotsi ka tsela e sa teratelelwa. Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Pius Kgannyeng, o ne a supa fa batho bangwe bogolo jang mo motseng wa bone ba na le mokgwa wa go tsamaya gaufi le tsela ya sekonotere, a kaya fa go le borai ka ba ka felela ba amega mo dikotsing tsa tsela. Rre Kgannyeng o ne a kopa ba Lephata la Ditsela go dira dingwe tse di ka thusang go fokotsa lebelo la dikoloi mo tseleng ya motse wa Makopong le wa Werda, ka marekisetso a bojalwa a le gaufi thata le tsela mme e bile go le borai mo banwing ba bojalwa. Mangwe a maphata a a neng a fetisa molaetsa wa ipabalelo tseleng mo letsatsing leo ke maphata a akaretsa la dipalamo (CTO), le ba lephata la ditsela la puso (ROADS). Letsatsi le ne la natifisiwa ke ba khwaere ya motse ya Herero ka dipina tse di farologaneng tsa molaetsa wa letsatsi leo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bana ba kopilwe go emelana le dikgwetlho Bana ba masiela mo kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo. Se se builwe ke Rre Lerothodi Baruti, mogolwane wa boipelego mo khanseleng ya Tsabong kwa kalosong ya setlhopha sa bana bao bosheng. O tsweletse a tlhalosa fa khansele ya Kgalagadi borwa e ne ya bona fa go tlhokafala gore bana ba le masome a mararo le bobedi ba dikhutsana morago fa ba sena go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa lokwalo lwa bosupa, ba tsee loeto lwa go ya go sidilwa maikutlo kwa dithabeng tsa Tsodilo, morago ga go lemoga fa ba na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo malwapeng a a farologaneng mo metseng ya bone. O ne a supa fa maikaelelo a loeto loo e ne e le go ya go ba sidila maikutlo a kutlobotlhoko le agwa sesha mo maikutlong le ditlhaloganyo, morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi ba bone, go abelana le go gakololana ka tse di ba tshwenyang kwa malwapeng le gone go fetola seemo sa botshelo mo diemong tse di farologaneng. Rre Baruti o ne a tswelela ka go tlhalosa fa loeto lo, lo ne lo le botlhokwa ka e ne e le yone nako e e siameng ya go tiisiwa, go nosediwa le gone go thatafadiwa maikutlo a bana. O kaile fa dialogane tseo di tshwanelwa ke go bopagana go ya go ileng le gore ba rute ba bangwe go tia mo maikutlong le mo moweng jaaka bone. Rre Joseph Rakgabanyane mothusa mokwaledi mogolo go tswa khanseleng potlana ya Hukuntsi, fa a bua mo kalosong ya bana bao, o ne a tlhalosa fa go ne ga simolodisiwa lenaneo la earth methology ka ngwaga wa 2005 le maikaelelo a lone e neng e le go rutuntshiwa ga ba boipelego gore le bone ba fetisetse dithuto tseo kwa baneng ka go ba kaela, go ba ruta go ba gakolola le gone go sidila bana maikutlo le gore le bone ba phuthologe ka go ntsha maikutlo a bone mo go tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo diemong tse di farologaneng tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Rre Rakgabanyane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lenaneo le le simolotswe ka 2005 mo dikhanseleng a supa fa kwa kgaolong ya Kgalagadi bokone kwa Hunkuntsi ba ne ba le simolodisa ka ngawga wa 2007 a kaya fa mo ngwageng ono ba setse ba alositse ditlhopha makgetho a le lesome le bongwe fa mo kgaolong ya Kgalagadi borwa kwa Tsabong e le lekgetho la ntlha le simologa. Mokwaledi mogolo go tswa khanseleng ya Hukuntsi o supile fa puso e ne ya simolodisa lenaneo la go tlhokomela bana ba dikhutsana ka ngwaga wa 1999 morago ga go lemoga fa ba lebanwe ke dikgwetlho di le dintsi mo malwapeng a masika a ba nnang le bone. A re se se neng se utlwisa botlhoko ke gore bangwe ba bana bao ba ne ba tsewa jaaka makgoba mo malwapeng mangwe, ka ba ne ba dirisiwa ditiro tse di bokete ebile ba sa tsene sekole. Rre Rakgabanyane a re gape morago ga ditshekatsheko puso e ne ya lemoga fa gape bogologolo bana ba masiela ba ne ba abelwa ba masika go ba tlhokomela morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi ba bone mme ga supega fa ba sa ba tsee ka tekatekano le bana ba bone le gore malwapa mangwe gape a ne a sena itsholelo go ba tlamela ka tse ba di tlhokang. Fa a ama bana bao ka lefoko Rre Rakgabayane o ne a ba gakolola gore ba seka ba inaakanya le ditiro tsa botlhoka tsebe mme ba tlhwaafalele dithuto tsa bone ka thuto e le yone boswa ebile eka ba betlela bokamoso jo bo siameng. A tlatsa ka go ba kgothatsa gore ba seka ba inyatsa le go itlhoboga mo botshelong ka e se bone fela ba ba senang batsadi mme mongwe le mongwe a lebanwe ke kgwetlho eo go tswa goo loe. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba le mo loetong le bana Mme Elia Seagalale o ne a supa fa pele loeto lo tsisitse pharaloganyo mo baneng ka pele ga lone bana ba ne ba gateletswe ke kutlobotlhoko e ntsi. O supile fa morago ga go ntsha matshwenyego a bone ba itshupile fa ba nonofile ebile ba itekanetse ka ba ne ba sidilegile maikutlo mabapi le dikgwetlho tse a neng a lebagane le tsone. Mme Seagalale o ne a kopa batsadi ba eleng batlhokomedi ba bana bao, go ema nokeng bana bao ka dinako tsotlhe mo dithutong tsa bone ka seo se ka thusa thata mo tokafatsong maduo a bone. BOKHUTLO society 9 CEDA e itlhophela Mmaphula Morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng le beng ba dikgwebo go tshwaraganela thuto le go ikabela dikole ele bontlha bongwe jwa go tsenya letsogo mo tsamaisong ya thuso, CEDA e ikabetse sekole se segolwane sa Mmaphula kwa Palapye. Lekalana le CEDA le ne la ikabela sekole seo morago ga gore mookemedi mogolo wa lone, Rre Thabo Thamane, a supe fa a moono wa bone o tsamaelana le wa lekalana le a le okametseng o oreng “Godira le le seopo sengwe ka boitshoko, ke yone tsela yago tsholetsa le go tlotlomatsa maikemisetso” Ka one moono o o,CEDA e ya itlama go ntshetsa sekole seo P20 000.00 ngwaga le ngwaga, mo goone madi ao P10 000 o abelwa bana bale lesome ba badirileng ka botswa pelo, fa P10 000.00 yo mongwe a itebaganya le tse sekole sedi sethokang go tlhabolola boleng ja thuto. Mo boeng ja ga mookamela lekalana la CEDA , mogolwane mo lekalaneng leo a lebaganya le gothusa badirisane mono Palapye Rre Godiretse Khumiso one a supa fa ene yare baitlhophela sekole sa Mmaphula ba fitlhela se lebanwe ke mathata a tshwana le a boimana, goitlhokomolosa thuto ga botsadi, gothubiwa le bogodu, le tse dingwe ditlamelo. Rre Khumiso are bana le tsholofela ka tshwaragan eo, gore batlaa fitlhelela dingwe tsa matlhoko a a tswanang go a nakolola, segolo bogole baitebagantsa thata le bone bana, gore mpho eo e tlaa batiisa moko mo dithutong le go ditsaya ka tlhwaafalo. Rre Khumiso are bone ele ba lekalana la CEDA , ba eletsa go bona bana bainaakantse thata le dikgwebo morago ga dithuto tsa bone , are seo seka thusa lefatshe leno thata mo ditsetlaneng tse le itebagantse le tsone jaaka gotlokafatsa le tswakanyo ya itsholelelo mo gotsa dikgwebo, go itlhamela ditiro le ba bangwe, le gone go ntsha tse dinang le boleng go tokafatsa mhama wa itsholelo ka goisa dithoto kwa ntle ga lefatshe leno, are go dira jalo gotlaa bo go araba moono wa bone. Gone ga abelwe bana bale lesome Cheke ya P500.0 mongwe le mongwe mo go bao ba baneng ba dirile ka bokgabane, mo go bone basetsana bale barataro (6) le basimane bale bane (4) ba bontsi ja bone badirang mophato wa bone (form 4) kwa Lotsane Senior fa ale mongwe ale kwa St Joseph kwa Kgale Ene erile gole pele modulasetilo wa lekgotla la barutabana Rre Peter Rakgoa a supa fa batshwaraganetse thuto le barutabana le bana go tokafatsa maduo ngwaga le ngwaga, mme are go mo baithuting go akola mpho e ba eneelwang ke ba lekalana la CEDA ka goithuta batsentse moko mo nameng. Are fa gojwadilweng peo e e siameng, go solofelwa thobo e ntsi ebile ena le moko, ka peo e a bo jwadilwe mo mmung o o siameng, mme a supa boitumelo are bana bao ba badiretse ka bokgabane go fitlhelela maduo a mantle ao. One a supa fa Mmaphula ele yone e tsereng maemo a ntlha mo kgaolong, mme ele mo maemong a masome a mabedi le borataro (26) lefatshe lotlhe, are maduo ao a itumedisa fela thata e bile a file batsadi seriti are bana ga baatshwanela go ja boswa ja batsadi ja gore fa bone basa tsane sekole le bone gab aye go tsena sekole, are batshwanetse banna sekao. economy_business_and_finance 3 Tshwaragano ya batsadi le barutabana e tswa maduo E re ka Motswana a boletse gore se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, barutabana ba sekole se sebotlana sa Letlhakeng le batsadi, ba tshwaraganetse tema ya go ntsha maduo a a nametsang mo dithutong tsa bana. E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana, morutabana yo o tlogetseng tiro ka bogodi, Mme Phone Lebekwa, o tlhalositse fa a tlogetse tiro mme a sa tlogela go thusa bana mo dithutong tsa bone mo kgaolong ya gagwe. O tlhalositse fa tshwaragano ya batsadi le barutabana e dirile gore sekole se ntshe maduo a a nametsang fa go tshwantshanngwa le ngwaga e e fetileng, e ba boneng masome a marataro mo lekgolong mme monongwaga ba okeleditse kwa go masome a marataro le botlhano. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba dirisa lenaneo la Young English Speakers le le rotloetsangngwana mongwe le mongwe mo sekoleng go bua Sekgoa. Are lenaneo le, le simologile kwa dikoleng tse dingwe jaaka tsa Ngware le Thebephatshwa a tlhalosa fa baithuti ba tlaa kgona go tlhaloganya dithuto ka bontsi, ka di rutwa ka Sekgoa, kwa ntle ga sone Setswana. Mogokgo wa sekole, Mme Sibongile Matshambane, a re kemo nokeng ya batsadi mo dithutong tsa bana, e dirile gore ba nne le phetogo mo maduong a monongwaga. O bile a tlhalosa fa tiego ya dibuka e kile ya batla go ama baithuti, mme tirisano ya batsadi ka go rekela bana dibuka ba sa ipone tsapa, e bile ba sa baa mo pusong fela, e thusitse fela thata. O tsweletse ka go tlhalosa fa go supagala fa batsadi ba Letlhakeng ba itse fa botshelo jwa bana ba bone bo le mo diatleng tsa bone, e seng mo barutabaneng jaaka ba le bantsi ba akanya. Mme Matshambane o boletse fa ba na le kgwetlho ya bana ba ba tswang mo sekoleng go sena mabaka, a re go tshwanetse ga nna le mogopolo wa ntebele ke go lebele, ngwana fa a sa ya sekoleng ba kgone go tshwaraganela bothata joo go se na kgothakgothano. O bile a kopa gore komiti ya batsadi le barutabana e leke go ikopanya le dikomiti tse dingwe tsa motse jaaka tsa ditlhabololo tsa motse gore ba kgone go anywa botsipa mo bagoging ba bangwe. Modulasetilo wa komiti ya bagolo le barutabana Rre Morumiemang Phokoje, o ne a wetsa ka go tlhalosa fa a se kitla a a swa lentswe go ikuela ka bana ba ba sa duelelweng madi a ditlhabololo tsa sekole. O boletse gore batsadi ga ba dire sentle go tlhoka go duelela bana e bile go kgona go ama maduo a ngwana ka gore o nna a akantse gore barutabana ba a ba tshwenya fa ba batla madi a ditlhabololo.Bokhutlo education 4 Maoto o tlhatswetsa Letlhakane Mme Mompati Maoto yo o dingwaga tse di masome mane le borataro yo o tlholegang kwa kgotleng ya Bokolobeng kwa Letlhakane o itshetsa ka go tlhatswadiaparo le dikobo a bo a gatisa Mme Maoto, ke mookamedi wakompone ya Tsootsha. Fa a tlhalosetsa ba BOPAbosheng, Mme Maoto o boletse fa basimolotse ba le masome mararo ka ngwaga wa 2007 mme morago ba bangwe ba motlogela a bo a sala a le nosi. O boletse fa a thusitswe keba boipelego morago ga gore khansele-potlanaya Boteti e bapatse mananeo ka go farologana mme ene a tlhopha go tlhatswa lego phepafatsa ka a kile a bereka tiro ya mothale o mo lelwapeng lengwe kwaOrapa. A re ba boipelego ba ne ba morekela dimeshini tse di tlhatswang di le tharo,dikgatiso di robabobedi lemelora e a e dirisang go phepafatsa. Mme Maoto a re o bula madirelo a gagwe ka nako ya masome amararo morago ga nako ya bosupa maphakela mme a tswale ka nako ya botlhano gotloga ka Mosupologo go ema ka Labotlhano. A re dipoelo tse a di bonyengdi a kgotsofatsa ka a kgonne go tsenya ngwana wa gagwe sekole sa bananyana kangwaga wa 2010, a ikagetse kamore ebile gape a rekile didirisiwa tsa go agelelasetsha sa gagwe. Mme Maoto a re ditlamelo tsagagwe di dirisiwa ke banni ba motse wa Letlhakane,makhanselara le ba lephata labana ba dikhutsana le batlhoki ba a boletseng fa ba tsisa dikobo tse di ntsi kanako ya fa bana ba tsaya mesepele ya sekole. A re ga a na bathapiwa mme atlhalosa fa a thapa ba nakwana fa tiro ya gagwe e le ntsi thata.Fela jaaka kgwebo nngwe lenngwe, Mme Maoto o supile fa a kopana le dikgwetlho tsa tlhaelo ya metsi e nakotse dingwe e bakang gore a fetise letsatsi a sa kgone go tlhatswa . O ne gape abolela fa dikgatiso tsa gagwe di senyegile mme a setse ka e nngwe fela. economy_business_and_finance 3 Batsadi le bana ba mo ketsaetsegong E rile fa dikole di bulwa, batsadi le bana ba sekole se se botlana sa MCathys’ Rust kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba bo ba le mo ketsaetsegong morago ga gore bana ba lekwalo la bone ba bo ba sena kwa ba yang go tsweledisetsa dithuto tsa bone teng. Se se boletswe bosheng ke mokhanselara wa MCathy’ Rust, Rre Sam Brooks mo phuthegong e a neng a e biditse ya batsadi le barutabana morago ga gore batsadi ba supe ngongorego. Mo puisanong bosheng, mokhanselara o tlhalositse fa sekole seo se ne sa agiwa morago ga go lemoga fa bana ba motse oo ba sokola ka ba ne ba tshwanelwa ke go latela sekole kwa Tsabong, dikhilomethara di ka nna masome a mabedi le botlhano. Rre Brooks yo gape e leng modulasetilo wa Khansele potlana ya Kgalagadi, o ne a tswelela ka go tlhalosa fa sekole seo se butswe ngwaga oo fetileng ka go amogela bana ba lokwalo lwa ntlha go ema ka lwa boraro. A re mo ngwageng o, bana ba le lesome le bosupa ba lokwalo la boraro ba ne ba tshwanetse go dira lekwalo la bone, mme sebe sa phiri ke gore ga gona phatlha ya mophato wa bone kwa sekoleng seo. Mokhanselara o ne a supa ba lephata la thuto ka monwana go bo ba sa dira dipaakanyo dipe gole pele go baakanyetsa bana bao diphatlha. O ne a kaya fa jaanong bana bao ba tla boela kwa seemong sa bone sa pele sa go tlhoka go tsena sekole sentle ka ntlha ya go tsamaya sekgele se seleele ba ya sekoleng. Le fa go ntse jalo o ne a kopa batsadi go nna le boikarabelo mo dithutong tsa bana ba bone, ka go ya go kopela bana ba bone diphatlha tsa lokwalo lwa bone kwa dikoleng tse dingwe jaaka sekole se sebotlana sa Tsabong, Seetelo le Nhake. Rre Brooks o ne a bolelela batsadi bao fa boeteledipele jwa kgaolo le ba lephata la thuto ba tla buisana le go tswa ka tharabololo ya seemo seo, mme a ba kopa go nna pelotelele. O ne a supa fa morago ga phuthego eo batsadi ba motse ba ne ba le sebete se molangwana ka dikgwetlho tse ba yang go kopana le tsone di tshwana le dipalamo. Maiteko a go buisana le molaodi, mogokgo le boeteledipele jwa thuto mo kgaolong eo a ne a itaya sefololetse ka ba ne ba seo ka mabaka a tiro. BOKHUTLO education 4 Ba Mahalapye ba tlhasetswe ke Malaria Banni ba motse wa Mahalapye ba kgothaditswe go ya mo dikokelwaneng tsa bone go ya go itlhatlhobela bolwetse jwa Malaria jo go bolelwang bo setse bo gapile matshelo a batho bangwe. Kgothatso e e dirilwe ke mooki wa kokelwana ya Airstrip, Mme Koonyatse Kgoteng mo phuthegong e mo go yone batho ba kgotla ya Bokaa ba neng ba tlhatlhobelwa malwetse a a farologaneng, segolo jang bolwetse jwa sukiri le bolwetse jwa madi a matona. Mme Kgoteng o boletse fa dipatlisiso tse di dirilweng mo kokelwaneng ya Airstrip di supa fa batho ba le bantsinyana ba tlhokafetse ka ntlha ya bolwetse joo fa ba bangwe ba santse ba alafelwa bolwetse joo, jo go bolelwang bo bakwa ke montsana, leswe la dipampiri le dibagabiki gammogo le metsi a a emang gongwe le gongwe. O ne ka go bolelela batho ba ba neng ba le mo phuthegong eo fa lephata la botsogo le tsamaya le dikgaolo tsa lefatshe leno go tlhatlhobela Batswana malwetse a a gomagometsang go nyeletsa tshaba ya lefatshe leno jaaka bolwetse jwa kgotlholo e tona, bolwetse jwa sukiri le madi a matona. Mme Koonyatse o ne a go kopa Batswana go abela dikokelo le dikokelwana tsa lefatshe leno madi a a ka dirisiwang go thusa ba ba boneng dikotsi tsa tsela ka jaana dikokelo tsa lefatshe leno di tlhaelelwa ke madi. A re e re ka pula e tsweletse ka go gosomana mo dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe leno, ke sone se batho ba rotloetswang go ya mo dikokelong le dikokelwana tsa metse ya bone go ya go itlhatlhobela bolwetse jwa Malaria le bolwetse jwa letshololo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya BOXHOMO, Rre Orelebile Baatweng, a re e le ba komiti ya ditlhabololo ba bone go le maleba go kopa ba lephata la botsogo le ba lekalana la Tebelopele gammogo le ba lekalana le le lebaganeng le go kopa madi mo setshabeng go tla go tlhatlhobela batho ba kgotla ya Bokaa malwetse a a farologaneng e le tsela nngwe ya go araba boikuelo jwa tona ya lephata la botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato. E rile Kgosi David Rathipana wa Bokaa a tswa la gagwe, a ngongorega mo morafeng wa gagwe ka go tlhoka go tsena diphuthego ka bontsi ntswa e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka mananeo a puso mo go tsone.PHELELO health 6 Muzila o kgothatsa makhanselara Mmatoropo wa Francistown, Mme Sylvia Muzila o rotloeditse makhanselara a torop eo go tsaya ka tlhwaafalo lenaneo la itsholelo ya toropo eo, a re le na le bokgoni ja go neela banni ba toropo eo dithata tsa itsholelo. Erile a bua kwa phuthegong ya khansele ya toropo eo ka Labobedi, Mme Muzila a re lenaneo leo la tlhabololo ya itsholelo ya toropo le tlaa diragadiwa go lebilwe mo ditshekatshekong tse di neng tsa dirwa ka ngwaga wa 2014, go rudisa itsholelo le go naya banni ba Francistown dithata tsa itsholelo. A re ka maiteko a baeteledipele botlhe ba toropo, ba dirisa tsotlhe tse go lebegang toropo e ka dira botoka mo go tsone, lenaneo leo le ka rarabolola dikgwetlho tsa ditlhabololo tse di lebaneng toropo eo. Tiragatso ya lenaneo leo e tlaa thusa toropo go bona ditlhabololo tse di tlhokafalang. O boletse gape gore lenaneo leo le tlaa dirisa tsotlhe tse di siametseng go ka thusa toropo ka go dira gore banaleseabe botlhe mo go tsa itsholelo ba thulanye ditlhogo go bona gore ba dira tsotlhe tse di tlhokwang ke setshaba. Erile fa a ntsha la gagwe, modiri wa tsa itsholelo wa toropo eo, Mme Boipelo Tshekiso a re khansele e na le seabe se segolo mo go diragatseng lenaneno la tlhabololo ya itsholelo ya lebaka le le leele mo toropong eo. O boletse gore dikanoko tse di dirilweng mo toropong di supa fa itsholelo ya toropo eo e gogwa kwa pele ke mhama wa mabenkele, fa ditiro tsa madirelo a dithoto (manufacturing) tsone di le kwa tlase. Mme Tshekiso o boletse gore toropo eo e na le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, lehuma le go sa lekalekaneng ga kanamo ya khumo, ntateng ya go gola ga koketsego ya batho le go palelwa ga itsholelo ya toropo go tsaya batho botlhe ba basha ba ba batlang ditiro. O boletse gore le fa selekanyo sa batho ba ba itseng go bala le go kwala se le kwa godimo, toropo e lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka go tshela lobaka lo lo leele ga batho, go kopane le seemo se se kwa godimo sa bolwetse jwa HIV/AIDS, mo bathong ba ba sa ntseng ba itekanetse go ka tsweleldisa itsholelo. Gape a re ka thulaganyo ya go itshekatsheka, go supagetse fa toropo e na le bokgoni ja go ka gola le go oketsega ga itsholelo. Makhanselara a ne a lebogela lenaneo leo mme ba kopa gore le diragadiwe ka bofefo. health 6 Baithuti ba Moralane
ba itumetse Ene e le boitumelo jo bogolo fa ba na ba sekole se sebotlana sa Moralane baamogela ditlhako le dikausu tsa sekole go tswa mo baithuting ba sesole sa Botswana ba ba ithutelang mo motseng wa bone. Baithuti bao ba sesole ba ba ithutelangkwa motseng oo ba ne ba abela bana ba le lekgolo ditlhako tsa sekole gammogo ledikausu ka ba ne ba bone bontsi jwa bone ba ya sekoleng ba sa rwala ditlhako. E rile a bua kwa moletlong oo,Kgosi Keoganne Modisapodi wa motse oo a tlhalosa fa e rile fa mariga a simololabaithuti bao ba thibelela mo motseng wa gagwe, mme ba lemoga botlhoki joo. Kgosi Modisapodi a re motsewa gagwe o tshwana le wa Mosolotshane o aparetswe ke letlhoko fela le letona lebogolo bo bonalang thata mo baneng le bonno jwa banni. A re letlhoko le mo banenggantsi ebile le baka gore le bone bana ba felele ba tlogetse sekole ka bontsiba sena le yone paka ya sekole. O ne a leboga go menaganebaithuti bao ba sesole sa Botswana go bo ba bone go le botlhokwa gore le boneba nne le seabe mo setshabeng sa bone, ka go le lesego letsogo le le abang. O ne a kopa gape gore thutoke konokono ya ngwana ka jalo fa bana ba, ba ntse ba fiwa dimpho jaana ba tiamoko, mme a tlatsa ka gore ba kopa gape le dibala makgolo go oka bana ba goreba kgatlhegele thuto. Le fa go ntse jalo a re e rele fa ba sena motlakase mo motseng ba ka bona gore ba di dirisa jang gorotloetsa thuto ya bana. Fa a tswa la gagwemorutuntshi wa baithuti bao ba sesole sa Botswana, Major Ivon Makabe o ne atlhalosa fa erile ba tsena mo motseng wa Moralane ba bona bana ka bontsi ba yasekoleng ba sa rwala ditlhako mme se sa ba ama dipelo fela ruri ka e bile e nee le paka ya mariga. Major Makabe a re ba ne baikitaya dihuba gore ba bone gore ba ntsha eng mo dipateng tsa bone e lebaithuti go bona gore ba thusa bana bao, mme ba ba rekela ditlhako. O ne a tlhalosa gore ba ne baikopanya le ofisi ya mogokgo, ba boipelego le boeteledipele ba motse go bonagore ba ka thusa jang bana bao ba e bileng gape ba neng ba sena le tsonedijesi. A re le bone fela jaakaBatswana ba batla go nna le seabe mo setshabeng se ba direlang mo go sone, go fitlhakwa Tebelopele ya 2016 ya tshaba e e kutlobotlhoko e bile e kgathala. Go tswa lephateng la thuto moMahalapye Mme Lydia Makgoma o ne a kgothatsa batsadi go bona gore dimpho tse dia tlhokomelwa, mme a ba kgothatsa go tsaya thuto ya ba na ba bone tsia. Mme Makgoma o ne a batlhalosetsa gore go setse mo maruding a bone ka go nne setshaba se a kgathalaka thuto ya bana ba bone mme ka jalo ba tshwanentse go ema ka dinao go bonagore ba tshwaragana le barutabana mo thutong. A re bana ka bontsi ga batsene dikole, ba a lofisiwa mme ntswa puso e sa batle se ka jalo a ba kopa goema ka dinao go busetsa bana ba bone kwa sekoleng. Mogokgo wa sekole MmeCaroline Tlhabatshe o ne a tlhalosa ka boitumelo gore sekole sa gagwe seaparetswe ke letlhoko le legolo la bana ba ba senang paka ya sekole. Mme Tlhabatshe a re mme leene o ne a seka a ipona tsapa a kwala dikwalo go bona gore bana ba, ba bonadithuso mme e rile ngwaga ono ba Itekanele Medical Aid ba ba abela paka yasekole, ditlhako di le lekgolo le botlhano, dijesi, dikausu mme ba di baya ka A re ka modimo o seke olatlha ba sesole sa Botswana ba bona letlhoko la bone, ga mmogo le baInternational Wednesday Prayer Group ba le bone ba neng ba ba abela ditlhako dile masome a mane le borobongwe ga mmogo le dikausu tsa teng. Mme Tlhabatshe o ne a supaboitumelo fela jo bogolo ka jaanong ditlhako tseo tsotlhe di dira makgolo amabedi le masome a robabongwe le borobabongwe, a tlatsa ka gore bana botlhe basekole sa gago ba tsile go lekanwa ke ditlhako tseo tsa bo di sale. O ne a leboga a sa kgwe mathedithuso tsotlhe tse ba di boneng mo setshabeng, a rotloetsa batsadi otlhokomela dimpho tsotlhe ka lorato. society 9 Go diragatsa melawana ya thuo go ka busetsa Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae a re barua-kgomo ba tshwanetse go dira tse mafatshe a Yuropa a se tlhokang gore dikgomo tsa bone di ba busetse. O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, a re itsholelo ya kgaolo e e ikaegile thata ka thuo ya dikgomo. A re o lemogile fa Batswana ba sena kitso ka ditlhwatlhwa tse BMC e rekang dikgomo mo go bone ka yone. A re ditlhwatlhwa tsa BMC di a farologana go lebeletswe gore nama ya teng e ya go rekisiwa kae. A re ditlhwatlhwa tsa nama e e rekisiwang kwa mafetseng a a kwa ntle, segolo jang a Yuropa (EU) di kwa godimo fa di tshwantshanngwa le tsa nama e e rekisiwang fela mo Botswana. O kopile banni go dira tse di tlhokwang ke lekgotla la mafatshe a Yuropa gore ba tle ba kgone ba bone dipoelo mo dikgomong tsa bone ka nako ya thekiso. A re Batswana ba na le tumelo ya gore lekgotla le le reka dikgomo tse di tswang mo dipolasing tse di terateletsweng mme se e se boamaruri. A re mo malatsing ano go a kgonegaa gore le dikgomo tsa mafulo a a kopanetsweng kana a a sa agelelwang nama ya tsone e ka goroga kwa mmarakeng wa mafatshe a Yuropa fa morui a dirile se se tlhokwang ke lekgotla leo. Mopalamente Salakae a re go tlhokega gore morui o ka kwadisa lesaka la gagwe kana sediba, dikgomo tsa gagwe tsotlhe di bo di na le manyena a bo omang le gore a nne ka dinako tse tsotlhe di beile dibuka tsa gore o tlhokomela jang leruo. O tlhalositse fa se se le botlhokwa ka bareki ba mafatshe a sele ba rata go dira ditlhotlhomiso ka se ba se rekang fa e le leruo e le go bona gore lo jesiwa ka tsela e e ntseng jang le gore le kentwa ka melemo efe. A re go supagetse fa bareki ba mafatshe a sele ba kgatlhegela nama ya leruo le le jang bojang jwa tlholego fa go bapisiwa le tse di jesiwang dijo tse di itiretsweng. O rotloditse barui ba ba kgonneng go kwadisa meraka go thusa bangwe ka bone ka kitso gore le bone ba kgone go kwadisa meraka. E rile ba ntsha la bone, banni ba Ghanzi ba supa fa ba itumeletse go bo mopalamente a tsweletse go nna a ba lekola le go tsaya megopolo mo go bone, ba re ba itumelela thuto ka kgomo ka e le yone e ba ikaegileng ka yone mo kgaolong e bile ba na le tsholofelo e ntsi gore e ka ba tshetsa. Rre Dipugiso Bokadi a re mo kgaolong ya Ghanzi ba sokodisiwa ke theko ya malengana le gone go a tsenya mo mafaratlhatlheng ka se se imela bodiredi. Rre Bokadi o kopile mopalamente go kopana le bogogi jwa kgaolo go buisana ka go bula ofisi e ngwe ya leruo kwa kgaolong potlana ya Charleshill go fokotsa mosuke mo Ghanzi le go fokoletsa batho ba ba tswang kwa kgaolong eo mosepele. Rre Monyatse Mbish ene a supile fa e sale ba tswa bogologolong ba kopa puso gore e agelele tsela e e ralalang kgaolo e tswa kwa molelwaneng wa Mamuno ka dikoloi di thula dikgomo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kereke konokono mo go ageng boitsholo Motshwarelela mogakaganyi wa ditirelo tsa AIDS kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo, a re kereke e na le seabe se segolo mo go fokotseng kanamo ya mogare wa HIV. Fa a bula tirelo ya go simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS kwa Khuis bosheng, Mme Molomo o tlhalositse gore puso e seegetse Lwetse fa thoko gore e nne kgwedi ya thapelo kgatlhanong le segajaja se. A re puso e tswa kgakala e dira ka natla go fedisa mogare mme batho bangwe ba tsweletse ka boitsholo jo bo oketsang kanamo ya one. A re go lemosegile gore boitsholo jo bontle jo bo rutwang kwa dikerekeng bo ka rotloetsa motho go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ko ntle ga lenyalo le go nna le bakapelo ba le bantsi. Mme Molomo dithuto kwa kerekeng di rotloetsa batho gore ba tlotle mebele ya bone le go ikgapha mo go tlhakaneleng dikobo ba sa le ba botlana. A re dipalo di supa fa batho ba le bantsi ba tshela ka mogare, bogolo jang banana ba ba fa gare ga dingwaga tse di lesome le botlhano le masome a mane le boroba bongwe. Ka jalo a tlhalosa gore go botlhokwa go fetola boitsholo go fokotsa kanamo ya HIV/AIDS. A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e na le banni ba le dikete di le masome mararo go tswa kwa Kokotsha go fitlha kwa Struitzendam mme dipatlisiso di supa fa banni ba santse ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa le ntswa puso e aba dikausu mahala. Mme Molomo a re 3.7 per cent ya banni e tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo, selo se a reng se supa fa sekausu se sa dirisiwe. A re basetsanyana ba santse ba ima ka dipalo tse di kwa godimo, mme go supega fa ba imisiwa ke borre ba bagolwane mo go bone. O tlhalositse fa dipalo di supa fa 4.4 per cent ya banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le boraro le lesome le botlhano ba ima mme batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele ba sireletsa borre ba ba imisitseng bana pele ga nako. Mme Molomo o ne a tlhalosa fa borre ba santse ba le maoto a tshupa mo go direng loaro la borre le go supegang fa dipatlisiso di re le fokotsa kanamo ya mogare. O tlhalositse gape gore lenaneo la PMCT le le thibelang kanamo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya ko leseeng le dira sentle ka mo bo gompienong go sa tlhole go tsholwa ngwana yo o nang le mogare. A re puso e semeletse ka lenaneo la Treat all, ka 95 per cent ya batho ba ba fitlhelwang ba na le mogare ba fiwa dipilisi tse di ritibatsang mogare. Fa a tswa la gagwe, Mme Baitshepi Mmoloki go tswa kwa Botswana Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP) le ene o tlhalositse gore fa batho ba ka letla modimo go tsaya taolo ya matshelo a bone ba ka kgona go itse molemo le bosula mme ba seke ba dire tse di duleng mo tseleng. Mme Mmoloki a re batho ba tshwanetse ba tlotle mebele ya bone ba itse fa e le tempele ya Modimo e e sa tshwanelwang go kgotlelesega ka jalo boitsholo jo bo eletsegang e le jone jo bo ka ilelang mebele ya bone. O tlhalositse gore mogare wa HIV o fele, batho ba tshwanetse ba tlotla mmopi wa legodimo le lefatshe a supa jalo gore poifo modimo ke tshimologo ya botlhale. A re fa batho botlhe ba ka tshela jaaana HIV/AIDS e tlaa nna leinane la bogologolo. BOKHUTLO health 6 Maitiso a atlegile Maitiso a dibente tsa masole a Botswana Col Baboloki Mogotsi a re tshologelo e ne e le e e kwa godimo kwa maitisong a bone kwa Orapa. Fa a bua mo potsolotsong le BOBA, Modulasitilo wa setlhopha seo o supile fa maitiso a o a atlegile ka jaana dipalo di ne di fetile seelo se ba neng ba se ipeetse. Col Mogotsi o tlhalositse fa maitiso a a simologile ka 1991 e le moono wa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo ka nako eo a neng a le moeteledipele wa sesole. Col Mogotsi a re maikaelelo a maitiso ke go kgobokanya madi go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mekgatlho le makgotla a bopelotlhomogi. O tlhalosa fa maikaelelo a maitiso gape e le go isa sesole sa Botswana kwa setshabeng. A re gape ba supa bokgoni le botswerere jwa bone kwa sesoleng sa Botswana ka meopelo le mebino ka go farologana. Col Mogotsi a re maikaelelo a bone ke go tswelela ba tshwara maitiso a ngwaga le ngwaga mo mafelong ka go farologana. O ne a supa gape gore Orapa ke lefelo la bobedi ba tshwara maitiso a mono ngwaga mo go lone. O tlhalosa fa ba simolotse kwa Gaborone. Cornel Mogotsi a re gongwe le gongwe fa ba tshwarang maitiso a teng, ba abela bangwe ba makgotla kana mekgatlho ya bopelotlhomogi madi. Ba ne ba abela mokgatlho wa Bomme wa Botswana Council of Women wa Letlhakane P25 000. BOKHUTLO society 9 Heaven at Work e aba dijo le melora Erile bosheng Kereke ya Heaven at Work ya supa mowa wa bopelotlhomogi ka go abela lekgotla la Humana People to People le malwapa a le mararo kwa Selebi Phikwe dijo le melora e e tlhapang. Mothusa Ratoropo wa Selebi Phikwe, Mme Dorcus Letlhogelwa yo e neng e le molalediwa wa tlotla kwa kabong dimpho, o kgotlhaditse maloko a kereke go tswelela ba supa lorato le boutlwelobotlhoko. Mme Letlhogela o boletse fa tumelo ya nnete e bonwa ka ditiro, ka jalo a kopa maloko go tswelela ba neela ka lorato. O tlhalositse fa go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng e le tsela nngwe ya go ema puso nokeng go bona gore setshaba se bona ditlamelo. Moruti wa kereke eo, Rre Gokatweng Metsi o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go supa seabe sa yone mo tsamaisong le tlhabololo ya lefatshe, ke ka moo ba boneng go le maleba go aba. A re kereke ya gagwe e itlamile go dira go feta fa mo nakong e e tlang, a tlatsa ka go re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego a bo a kopa maloko go tswelela ba bula dipelo le go supa lorato mo setshabeng. E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke, Mme Pabalelo Metsi a tlhalosa gore jaaka ba le mo thomong, ba tshwanetse go dira ditiro tse di tsamaelanang le dikeletso tsa Modimo. Mme Metsi o kopile maloko a kereke go supa lorato ka go thusa baagisanyi ba bone kwa malwapeng. Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego, Mme Phatsimo Rampa o lebogetse maloko a kereke mpho ya bone, a tlhalosa fa tse di abilweng di le botlhokwa e bile di tlaa dira pharologanyo e tona mo go ba ba abetsweng. BOKHUTLO society 9 Ba kopilwe go kokobetsa maikutlo Kgosi wa motse wa Nxharaga mo kgaolong ya Nhabe, Kgosi Gaolatlhe Kgosigaenyatswe o kopile batho ba motse oo go kokobela maikutlo fa ba bua le badiri ba lekgotla la kabo ditsha la goo Tawana ka Mosupologo. Kgosi o buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa batho ba Nxaraga baneng ba kopile gore batho ba lekgotla la kabo ditsha batle go ba tlhalosetsa ka dilo dingwe tse ba ngongoregang ka tsone, a re e re lentswa e le kgang e e masisi, ba tshwanetse ba wela dibete. Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a re e re lentswa ba e buile ka botlalo, kgang ga ea wela sentle ka gore ba paletswe ke go tlhalosetsa batho gore tota gatwe o ne moalo wa motse oo o simologa kae o felele kae, ka a re ke o ne o o tsositseng kgaruru. O tsweletse a re go bua ba sa itlhalose ka kgang ya moalo, go ka motsenya mo bothateng ka gore o ntse a ba tshwaretse lefatshe mme a re seo se ka dira gore a tloge a abele batho kwa gosa abiweng teng. Ba lekgotla la kaboditsha la Tawana ba ne ba tlhalosa fa melawana e e tsamaisang lefatshe, e fetogile ka 2010 fa motse oo o rurifadiwa gonna motse, o tsena mo melaong ya gore o direlwe moalo gore go tle go abiwe ditsha sentle. Le fa gontse jalo kgang ya batho ba motse oo ene e le gore bone ga ba a bolo go nna mo kgaolong eo pele e sekasekelwa ka fa molaong gonna motse, mme jaanong ba re ba gakgamadiwa ke gore bangwe ba abelwa ditsha semmusu fa bangwe ba bolelelwa fa ba se mo moalong wa motse oo. Mme Ntlogelang Tshabo o ne a re se se gakgamatsang le go feta ke gore mongwe o ka neelwa fa yoo latelang a bolelelwa gore ga a mo moalong mme yo o kwa moraga ga gagwe a bo a neelwa, a re ke sone se ba kopang tlhaloso ka kgang ya moalo. O bile a botsa gore go kanna jang fa e kare bantse ba emetse o ne moalo oo, go bo go thibiwa diphatlha tse di fa gare ga motse ka bone batho ba ba sa bolong go kopa ditsha bao. Rre Gagoope Seloilwe o ne a re o kopa tlhaloso ya gore ke eng lekgotla leo le sa kgone go mo neela setsha sa bonno a re o lekile kwa Maun ga pala le gompieno kwa Nxharaga go santse go le thata gore a bone setsha ntswa batho ba ba tswang kwa ntle bone ba bona ditsha motlhofo. A re moalo o thusa gore motse o nne le tebego e e botoka fa go setse go segwa ditsela, go tsenngwa metsi le motlakase, a ba a ba bolelela fa go ipha lefatshe e le molato o motho a ka o sekisediwang kwa kgotla tshekelong. O tsweletse a re bone ba lesego ka ba neetswe dikwalo tse di sa reng ba thube fa ba beilweng teng mme ba boleletswe gore ba seka ba tlhabolola go fitlhelela kopo e baakanngwa. Obile a re go sega setsha go lopa lekgotla P600 setsha sengwe le sengwe a tlatsa ka gore mme ga se selo se se ka dirwang ka bofefo ka jaana puso le yone e sena madi, a tlatsa ka gore kana ga se batho ba Nxharaga fela ba ba batlang ditsha. BOKHUTLO society 9 Kgosi o tsholotse
 kgang ya molelwane Kgosi Segale Linchwe o tsholotse kgang ya molelwane magareng ga motse wa Morwa le Bokaa morago ga gore boeteledipele jwa metse eo bo ganetsane gore molelwane wa metse ya bone o felela kae. E rile Kgosi Segale a bua mopotsolosong le BOPA, a supa fa a bone go le botoka gore a tsholole kgang eo kagore ga gona ope mo bathong bao yo o batlang go dumelana le ope. A re mo nakong e e fetileng,fa a biditse bokopano jwa baeteledipele ba metse eo, Kgosi Sue Mosinyi waBokaa, o ne a supa fa ene a sena mathata le gore molelwane wa bone o felelamabapi le sekole sa Borwa. A re jaaka go ne go beilwe letsatsi le le dumelanweng goreba kopane ka Mosupologo go tla go bona gore a mme tumalano ya molelwane e tlaanna jaaka ba supile, ba feta ba palelana gape. Kgosi Segale a re ka maswabi,se se neng sa diragala kwa tshimologong ya kgang eo sa ipoeletsa gape ka mongwele mongwe a kaya fa molelwane wa bone o felela ntlheng ya Bokaa fa ba bangwe bare ntlheng ya Morwa mme kgang ya tsena mo sekgweng. A re o ne a tsaya tshwetso yagore a tsholole kgang eo ka gore ga e ba ise gope ebile e ba diela ditiro letswelelopele ya metse ya bone gore e tlhabologe. O supile fa a ba boleletsegore mo kgaolong ya Kgatleng ga go na melelwane ebile a seka a tlhola a utlwaope a re bone motse wa bone o felela fa ka gore ke Batswana botlhe ebile seo seka diya ditlhabololo. Kgosi Segale a re kgang yamolelwane e ne e le tsela ya gore ditlhabololo di tle mo motseng wa bone jaakalekgotla la kabo ditsha le ne le kopile gore ba kgone go tokafatsa le go fefosaditirelo tsa bone. A re o laetse dikgosi tsametse e mebedi eo go dira tiro ya bone jaaka ba ntse ba dira ba bo ba thuse Motswanamongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o tswa mo Bokaa kana Morwa ka gore ke Ka jalo, a re ba ba santsengba na le kgang ba ka e fetisetsa kwa pele mme ene o feditse ka kgang eo mme goya pele ba tshwanetse ba bereka mmogo. O ne a supa ngongorego yagore go makgetho a le mantsi morafe o kopiwa go dumelana ka ditlhabololo mmebatho ba ganana le tsone ka jalo a re kgaolo ya bone e saletse kwa morago moditlhabololong ka mabaka a a senang moko. Kgosi Segale o kopile morafewa Bakgatla go ela dikgang tse tlhoko le gone go atla megopolo ya ditlhabolologore ba kgone go bona tswelelopele mo matshelong a bone. A re kopo ya lephata laditsha ga e ya tshwanela go kgaoganya bana ba motho ka go ntse go tshelwa kakagiso le lorato mme a kopa banni ba metse eo go tswelela ba tshela fela jaakaba ntse ba tshedisana go sena mathata ape. society 9 Thuo ya dinotshi e tlhoka bopelotelele Thuo ya dinotshi e batla motho yo o pelotelele, boitshoko le lorato mme e bogadi bo gaufi. Mme Rachel Cloete wa Khuis kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa a re o ne a simolola thuo ya dinotshi morago ga gore rraagwe a tlhokafale ka 2006. A re rraagwe ke ene a simolotseng kgwebo mme e rile a sena go tlhokafala a itlama ka botswapelo gore a tsweledise kgwebo ka a ne a na le lorato mo dinotshing. O buile jaana mo potsolotsong a tlhalosa gore o rekisa mamepe, le di-tswa dinotshing mo lemepeng di tshwana le pholichi e e tshasiwang mo ntlong, semoto sa molomo le dikerese. Mme Cloete o kaile fa a ise a itomaganye le ba mabentlele kana ba dikgwebo tse ditona go ba rekisetsa dithoto tsa gagwe mme go reka batho ba mo motseng wa gagwe le e e mabapi. O tlhalositse gore o kgona go ya Gaborone a ya go rekisa fa go na le ditshupo tsa dikgwebo mme a dire madi a a nametsang. A re kgwebo e na le dipoelo ka jaana bontlha bongwe a bo dirisa go reka bokoso e e tsenyang dinotshi mme a mangwe a a boloke. O kaile fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le go ruela mo lwapeng mme go sa siama ka di kgona go gobatsa batho. A re go na le diji tse di tlhorontshang dinotshi. A re dinotshi ga di kgone go ntsha maduo mo selemong ka di a bo di sa bonale, a re se se dira gore kgwebo e seka ya nna le dipoelo tse di nametsang. O tlhalositse gore dinotshi di dira sentle ka mariga, ke gone go nnang le botshelo mo kgwebong. Mme Cloete yo o dingwaga tse di masome mane le bobedi o ne a ntsha kgakololo ya gore fa motho a itlama go tsena mo kgwebong o tshwanetse a bo a na le lorato le bopelotelele mo go se a se dirang gore go bonale maduo. A re Batswana ba tshwanetse go supa ditiro tse ba nang le talente le bokgoni mo go tsone ka go dira ka diatla go itshetsa. O ne a tlatsa ka go rotloetsa bomme go inaakanya le kgwebo, a kaya fa go na le mefuta e mentsi ya dikgwebo e ba ka ithusang ka yone le mananeo a puso a a farologanyeng a ba ka a dirisang go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Melato ya go thuba dikgwebo e tlhwaafetse Mmakasetera wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda a re, melato ya go thuba dikgwebo ke mengwe ya melato e e tlhwaafetseng go ya ka molao wa Botswana, e bile e atile mo e tla felelang e gomagometsa go digela itsholelo ya lefatshe kwa tlase. Rre Sibanda a re, fa dikgwebo di thukuthiwa, ga go amege beng fela, mme le babereki ba latlhegelwa ke mebereko ka go le gantsi dikgwebo tseo di felela di tswalwa, a tlatsa ka gore basekisiwa ba tshwanetse go gagamalediwa dikgato go romela molaetsa kwa go ba bangwe ba ba nang le dikakanyo tsa go senya. O buile jalo ka Labobedi (Moranang a tlhola malatsi a a masome mabedi le bobedi) fa a atlhola, Lesang Moloko le Moses Dikago ba dingwaga tse di masome a mararo le masome a mararo le boferabobedi ka go latelelana, botlhe ele ba kgotla ya Difetlhamolelo mo Molepolole, dingwaga tse tlhano mo kgolegelong, ka molato wa go thuba ba bo ba utswa dithoto tsa tlhwatlhwa ya P12 500 mo lebenkeleng la Mesamy Fabrics mo Molepolole. Ba bosekisi ba tlhalositse fa e ne yare kgwedi ya Moranang ele malatsi ale matlhano ngogola ka nako ya lesome mo bosigong, basekisiwa ba thuba ba bo ba utswa P500, matsela a a farologaneng a tlhwatlhwa ya P9 250, sebala-makgolo se se duedisang sa tlhwatlhwa ya P2 500 le welese ya tlhwatlhwa ya P250. Sub Inspector Tshiamo Montshiwa wa sepodisi sa Molepolole, o boletse fa dithoto tseo tsotlhe di bonwe kwa ntle ga madi. Fa a ipobola, Moloko yo ba bosekisi ba supileng fa a kile a bonwa molato ka ngwaga wa 2003, ele wa go betsa abo a gobatsa mme a atlholwa dithupa di le tharo, a ne a kopa lekgotla gore le mo sekasekele katlholo. O tlhalositse fa a nale ngwana yo o dikgwedi di le pedi mme a sa anye lebele, a tlhalosa fa losea loo le mmaalo, ba santse ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe. Dikago ene o ne a ganetsa ba bosekisi ka molato o ba neng ba o ntsha kgatlhanong nae, wa gore o kile a bonwa molato wa go thukutha ka dikgoka ka ngwaga wa 1989 mme a atlholwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. O rile,“Ga ke tlhaloganye ka molato oo sa tswang go bolelwa kgatlhanong le nna ka gore ke ne ka ikuelwa kwa lekgotla tshekelo le legolo mme ka gololwa mo molatong. Ke ipotsa gore a ba bosekisi fa ba o neela lekgotla jaana a ga ona go mpaya ka fa mosing fa katlholo e ntshiwa.” Mmakasetera Sibanda o ne a kopa Dikago go ipobola mme a re, o kopa gore katlholo e lekgotla le e ntshang le mo letle go direla ale kwa ntle ga kgolegelo, a tlhalosa fa malatsi ale lesome le bone a a ntseng kwa kgolegelong a ne a sa tseege sentle ka go le mosuke. Rre Sibanda o tlhalositse fa a sekasekile boipobolo jwa basekisiwa mme a re, mongwe le mongwe wa bone o tla ya kgolegelong lebaka la dingwaga tse tlhano mme go seegetswe fa thoko tse pedi go lebeletswe gape gore basekisiwa ga ba dire molato ope. A re, o tsere tshwetso eo a lebile gore molato wa ga Moloko ke oo seng masisi le gore gongwe Dikago o ka tswa a bua nnete gore molato wa gagwe wa 1989 o feletse o tsholotswe. Morago ga katlholo, Dikago o ne a supa botho jo bo sa siamang mme a tlhalosa fa a tlaya go ikuela kwa lekgotla tshekelo le legolo. A re, ga ba a sekasekelwa e bile, go ka bo gole botoka fa ba ne ba atlhotswe dingwaga tse tlhano di feletse. crime_law_and_justice 1 Banni ba Oliphant’s Drift ba ikemetse ka dinao Banni ba motse wa Oliphant’s Drift mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba ga ba ipone tsapa go tokafatsa matshelo a bone. Bangwe ba inaakantse le mananeo a nyeletso lehuma, a puso e a ntshitseng go leka go nyeletsa lehuma. Le ntswa motse o, o le monnye, se, ga se kgobe banni marapo ka ba tswelela ka go betla le go dirisa methale yotlhe ya itshetso. Banni ba dirisa mahulo le noka e e fitlhelwang mo motseng wa bone go rua dihutshane le gone go tshwara ditlhapi. Bontsi bo dirisa lenaneo la mmuso la nyeletso lehuma le ka lone ba neetsweng dihutshane go itshetsa. Bangwe ba banni ba inaakantse le go tshwara ditlhapi mo nokeng ya Madikwe e ntse e le ka lenaneo la nyeletso lehuma. Banni ka kakaretso le bone ba kgona go reka teseletso ka P30 go tshwara ditlhapi lebaka la kgwedi. Mme ka jalo matshelo a bone a a tokafala ka ba bona letseno la madi morago ga thekiso. Mme Maggie Malope yo o dingwaga tse 35 le Mme Mmatsatsi Molefe yo o dingwaga di 38, ba tlhalosa fa ba thusitswe ka didirisiwa tsa go dira meriri ka 2012. Ba tlhalosa fa kgwebo e le boutsana ka bontsi jwa batho ba motse o ba sa dire moriri ka dipalo tse di nametsang. Fela bobedi jo bo tlhalosa fa ba bona letseno ntswa go le boutsana. Bobedi jo bo tlhalosa fa ba kgonne go oketsa didirisiwa tsa bone ka letseno le ba le boneng le go tlatsa ka madi a bone. “ Manyalo mo motseng a boutsana, mme fa ke tswela kwa ntle go nna botoka. Maloba ke ne ke ile Lentsweletau le Tonota mme ke ne ka bona letseno le le botoka”, ga tlhalosa Rre Molatlhegi. Banni ba akgola puso go bo e ba rutuntsha ka go tsamaisa dikgwebo pele ba neelwa madi go simolola kgwebo. Ba tlhalositse fa ba tle ba rulaganyetswe dithuto thutano ka ga dikgwebo tsa bone mme ba lebogela gore seo se ba tiisa mooko fela thata society 9 Botshoma o itlhaopela go rotloetsa Nyangabgwe Barui ba metse e e mo molelwaneng wa Botswana le Afrika Borwa mo kgaolong ya Borolong ba kopilwe go thusa go lwantsha go anama ga bolwetse jwa tlhako le molomo. Mogolwane wa bakenti kwa ofising ya tsa taolo matlhoko a leruo kwa kgorong ya molelwane ya Ramatlabama, Rre Moremi Manthe o dirile kopo eo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng. O tlhalositse fa bolwetse jo bo tlhagogile kwa kgaolong ya Limpopo, mme lefatshe la Botswana le semeletse go lwantsha go anamela ga bolwetse mo lefatsheng leno. Rre Manthe a re ba setse ba emisitse sepe se se jewang mo diphologolong tse di tlhako e mapara, e bong kgomo, podi, nku le kolobe go ya kwa Afrika Borwa kgotsa go tsena mo Botswana. O tlhalositse gore mashi, nama, bojang jo bo kgetlwang kwa sekgweng, dikgong ke dingwe tse di sa letlelelweng. O ne a tlhalosa gore le fa bolwetse bo tlhagogile kgakalanya go motlhofo gore bo anamele mo kgaolong ya bone. O kopile barui go disa go laola motsamao wa dikgomo gore di seka tsa tsenwa ke bolwetse. Rre Manthe o supile fa go le botlhokwa go tsenya dikgomo manyena le go di baya ditshipi, ka go tlaa thusa go farologanya dikgomo fa di setse di kgabagantse molelwane. Fa ba tswa la bone, barui ba ne ba lela ka go kgaoga ga terata ya molelwane, mme se se thatafatsa taolo motsamao ya loruo le go gakatsa bogodu. Rre Manthe o tlhalositse fa mebuso ya Botswana le Afrika Borwa e na le tumalano ya go baakanya terata ya molelwane, mme ba setse ba dirile ditshekatsheko go bona fa terata e kgaogileng teng. A re ba setse ba isitse maduo kwa ofising ya ga Tautona le ba lephata la temo-thuo. A re ba setse ba ikgolagantse le ba lephata la sepodisi mo kgaolong, go baya leitlho ba ba utswang loruo ka ba ka dira gore maiteko a go kganela bolwetse gore bo aname a retele. Fa a tswa la gagwe, mokenti wa Phitshane Molopo Rre Kennedy Lesole o kopile barui go etela ofisi ya bone gore ba arogane maele le dikitso ka malwetse a loruo le tse dingwe. O rotloeditse barui go bega dintsho tsa loruo gore ba kgone go dira ditshekatsheko go bona se se ka tswang se bakile go swa ga loruo. Rre Lesole o ba kopile gore gangwe le gape fa ba batla go rekisa loruo ba ikgolaganya le ofisi ya bone. BOKHUTLO education 4 Ba ngongoregela temo ya ditselana Banni ba Tswapong Bokone ba re tshwetso e e tserweng ke puso ya go duelela fela balemi ba ba lemang ka ditselana e tla a dika e ba bolaisitse tlala ka go sena didirisiwa tsa temo. Fa ba bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele bosheng, ba boletse fa ba na le tumelo ya gore puso e kabo e ba letlelela go lema labofelo ba gasa. Ba re go lema ka ditselana go batla didirisiwa tse di farologaneng tse bontsi jwa balemi mo kgaolong ya bone ba senang tsone. Godimo ga moo, ba supile fa bothata jo bongwe jo ba nang le jone ele letlhoko le legolo la diterekere mo kgaolong ya bone. Ba re mo ngwageng mongwe le mongwe ka nako ya temo, ba sokodisiwa ke go bona boraditerekere ba ba ba lemelang mme ka temo ya go gasa e sa tlhole e duelelwa go tla a nna bokete mo go bone. Rre Baatweng Mabihi wa motse wa Goosekgweng, o boletse fa ba sa jesiwe diwelang ke tshwetso e puso e e tsereng ya go duelela fela ba ba lemang ka ditselana. A re mo kgaolong ya Tswapong Bokone ga gona diterekere le didirisiwa tse di lekaneng, ka jalo, go tsile go nna thata mo baleming gore ba leme. Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Maele o ne a bolela fa a ne a tsaya dikopo tsa bone tsa go kopa go lema ba gasa a di isa kwa go tona wa temo-thuo. A re dikopo tsa banni tsa go lema ba gasa ga di a atlega. A re fa lenaneo la ISPAAD le simolola, puso e ne ya letlelela balemi go lema ba gasa gore ba tlwaele temo. A re temo ya go gasa ga e ntshe dijo tse dintsi, ka jalo go lema ka ditselana ke gone go ka ntshang dijo tse di lekaneng. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ntsha letshwenyego ka ba lephata la metsi, ba bolela fa lephata leo le sa dirisanye sentle le bone. Ba re mo metseng ya bone go na le letlhoko le le ntsi la metsi, mo ba kgonang go nna dibeke ba sa bone thothi mme ebile go se ope yo o ba itseseng gore bothata e ka tswa e le eng. Ba re ba amogela dipampiri tse di supang dituelo tsa metsi morago ga sebaka se se leele mme seo se ba babalele ka ba felela ba tlamega go duela madi a dikgwedi tse dintsi. Ba ne ba kopa mopalamente wa bone go ba thusa ka ba lephata la metsi, ka ba sa tlhole ba na le tshepo mo go lone. BOKHUTLO society 9 Phiri o akgola mokgatlho Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Enerst Phiri o akgoletse baithuti ba Unibesithi ya Botswana ba mokgatlho wa Society Against HIV/AIDS (SAHA) go bo ba supile lerato ka go abela baithuti ba thuto e e faphegileng, eleng bana-le-bogole, dimpho. Rre Phiri o dirile kakgolo eo bosheng jaaka baithuti ba thuto e e faphegileng go tswa mo sekoleng se sebotlana sa Bothakga ba ne ba amogela dimpho go tswa kwa baithuting ba mmadikolo di akaretsa melora e e tlhapang, molora wa legano, molora o o bolayang megare, pampiri e e dirisiwang kwa ntlwaneng le diatlana tsa itshireletso. Mothusa molaodi a re ba SAHA ba supile lorato ka go bontsha baithuti bao gore ba na le tshwanelo ya go tshela botshelo jo bo amogelesegang ka go ba rekela tse di tlhokafalang go tsamaisa matshelo a bone ka thelelo, a tlatsa ka gore baithuiti ba go nna jaana ba tshwanetse go gopolwa ka gore le bone ba na le tshwanelo ya go tshela sentle. A re motlhala o a bonala ka pitso ya ga tautona go lebega e atlilwe ke bontsi e bile e diragadiwa, ka jaana le banana ba lefatshe leno ba supa fa ba e tsibogela. Rre Phiri o ne a ba kgothatsa go rotloetsa balekane ba bone go thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego, a tlhalosa fa Batswana go tswa tlholegong ya bone ele batho ba ba neng ba tshela ka go thusana. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa mokgatlho wa SAHA, Mme Annastacia Dumulo, a re mokgatlho wa bone one o itebagantse le go fetola matshelo a batho kgatlhanong le mogare wa HIV. A re go abela ba ba tlhokileng lesego ke lengwe la matshego a mokgatlho oo la “Care giving project”. Mme Dumulo a re o kile a tla le baithuti bangwe ba tsile go aba diaparo mme a itemogela gore go na le matlhoki mme a buisana le ba mokgatlho wa SAHA, b aba ileng ba phutha bonnyenyane job a neng ban a le jone fa ba ntse ba kopa dithuso, mme ba kgona go reka didirisiwa tseo. A re bane ba fiwa thotloetso e tona ke barutuntshi ba bone mme ba tia moko. Tautona wa mokgatlho wa SAHA Mme Sally Tjiuasera o tlhalositse fa a itumeletse tiro e ba e dirileng, a re se ke tshimologo ya gore mokgatlho oo o itshwaraganye le mekgatlho le makgotla a mangwe go re batle ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a go fetola matshelo a batho eseng fela kgatlhanong le mogare wa HIV. Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Bothakga, Mme Bararo Jone, o ne a supa fa itumetse fela thata, a bolela fa ba lemoga gore baithuti ba thuto e faphegileng ba ba tlhakanetse le setshaba kakaretso, Mme Jone a re puso e dirile gore bana ba tle ba bonwe ke batho ba sa kgethololwe, ba tsena sekole fela le ba bangwe. Are baithuti le barutabana ba sekole seo ba rata baithuti ba thuto e faphegileng thata, a tlatsa ka gore ba mokgatlho wa SAHA ba dirile thato ya Modimo, a bo a ba eleletsa masego mo tirong ya bone.Bokhutlo education 4 Lore lo ojwa lo sa le metsi Go botlhokwa gore bana ba rutwe botho jo bo amogelesegang ba sale ba botlana gonne go ka thusa gore ba kgone go hema dikgwetlho tse bontsi jwa bone ba iphitlhelang ba lebanwe ke tsone fa ba gola. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Opelo Ntshwarelang wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume a re bangwe fa ba gola ba nna le go tsietsega ba bo ba felele ba retelelwa ke go ikgapha mo dikgwetlhong di tshwana le tiriso ya dinotagi, go tlhoka tsebe, go inyadisa le go ima ba sale bannye. Kgosi Ntshwarelang a re mangwe mabaka a a rotloetsang maitsholo a a sa amogelesegeng a ke gone gore bana ba tlhokile kgakololo e e maleba ba sale bannye. Kgosi a re go ruta bana bomolemo e ka nna segakolodi go ba itsa go inaakanya le dilo tse di ka ba gogelang mo thaelong tsa ba senyetsa le yone isago. O tlhalositse fa metlha e fetogile mo go ya maloba, a re le ntswa bogologolo go ne go sita gore batsadi ba ka bua le bana ka tsa tlhakanelo dikobo, malatsi a go botlhokwa gore ba phuthologe ba nne le seabe sa go tsibosa bana ka bo diphatsa jwa tlhakanelo dikobo le tiriso ya dinotagi. A re go tlhoka go fa bana kgakololo ka dikgang tse go ka dira gore ba felele ba wela ka lemena. Kgosi o kgadile a sa kgwe mathe batsadi bangwe ba ba ganang bana ba bone ba otlhiwa fa ba dirile molato. Go sale foo Kgosi Ntshwarelang o supile fa a sa itumedisiwe ke bangwe batsadi ba ba itlhokomolosang tlhokomelo ya bana ka borre bangwe ba tlogela bomme ka morwalo wa bana ntle le go mo fa thuso epe. O supile gape fa bangwe bomme le bone ba setse ba kgona go tlogela rre a godisa bana a le esi. Kgosi Ntshwarelang a re kgodiso le tlhokomelo ya bana e tshwanetse go nna boikarabelo jwa batsadi botlhe go sa kgathalesege gore ga ba mo nyalong. Bokhutlo society 9 'Supang lerato le kutlwelobotlhoko' Batswana ba gwetlhilwe go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko le go supa lerato mo bathong ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua mo mogwantong o o neng o rulagantswe ke lekgotla la bopelotlhomogi la Tapologong Association, ka maikaelelo a go kokoanyetsa Botlhale Letshwiti yo o dingwaga di lesome le bone go bona dithuso tsa bongaka, mookamedi wa kompone ya Global Transformations and Networks, Rre Taolo Moshaga, o ikuetse mo setshabeng ka kakaretso go somarela mowa wa lorato, bojammogo le kutlwelobotlhoko gore o seka wa latlhega. Rre Moshaga o tsweletse a bolela fa a lemogile gore mowa o e kare o a nyelela mme a kgothatsa ba ba neng ba tsile kwa mogwantong oo go tshegetsa mokgatlho wa Tapologong le e mengwe e e dirang ditiro tsa bopelotlhomogi. O tsweletse a tlhalosa gore Batswana ba tshwanetse ba netefatsa gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelopele ya 2016 la gore ba nne setshaba se se lorato e bile se le boutlwelo botlhoko. Fa a lekodisa bagwanti ka botsogo jwa ngwana, Mme Kentse Letshwiti o boletse gore ngwana wa gagwe o tshotswe ka bogole jwa maoto a a golang ka tsela e e sa tlwaelesegang. Mme Letshwiti o tlhalositse fa a tsamaisitse ngwana dipatela ka go farologana di akaretsa Princess Marina le Bamalete Lutheran kwa Ramotswa mme ngwana a seka a bona thuso e e mo kgotsofatsang. O tsweletse a re maoto a ngwana fa a gola a a sokodisa ka go dingalo go bona ditlhako tse a ka di rwalang, a tlatsa ka gore mo nakong eno o direlwa ditlhako tse di faphegileng. Fa a bua ka tshwetso e ba e tsereng mabapi le kgang ya ga Botlhale, Dr Seabelo Maje o boletse fa ba lemogile gore bogole jwa ngwana bo kabo bo sa bolo go tseelwa kgato a santse a le monnye. A re e le ba Mediplus ba dumalane gore ba direle Botlhale kopo ya go ya go kopana le ngaka nngwe ya mankge kwa sepateleng sa Bamalete Lutheran kwa Ramotswa. Dr Maje a re ba solofela gore fa Botlhale a sena go bona ba bongaka go tlaa tsewa tshwetso e e tlaa dirang botshelo jwa gagwe botoka le go feta. Modulasetilo wa mokgatlho wa Tapologong Assosciation, Rre Molemane Maje o tlhalositse fa dithuso e se fela tsa ba ba nang le bogole mme a tlhalosa gore ba thusa balwetse le bagodi. A re bontlha bongwe jwa dithuso tse ba tlaa di bonang ba tlaa di dirisa go agela mme mongwe wa motlhoki ntlo. Bokhutlo society 9 VDC e supa bopelotlhomogi Komiti ya ditlhabololo ya motse wa Botlhapatlou mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng e inaakantse le go dira tiro ya bopelotlhomogi ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Fa a bua mo potsolong, modulasetilo wa komiti eo Rre Olekile Ramogotlho a re maloko a komiti a sa tswa go tswa ka moono wa go dira ditiro tsa bopelotlhomogi mo motseng. A re ba ne ba dumalana go koleka madi a selekanyo sa P30 kgwedi le kgwedi mme e re morago ba bone gore ba ka a dirisa eng go fetola matshelo mo malwapeng a fe. O tlhalositse gore morago ga go lemoga fa go na le motlhoki mongwe yo o senang ntlwana, ba ne ba dumalana gore ba mo agele ntlwana eo ka e bile ele mogodi gape a nna a le nosi. A re mme yoo, o setse a agetswe ntlo ya bonno ke khansele mme madi a tlhaela go mo agela ntlwana ya boitiketso, ka jalo ba bona go le maleba go tswa khansele thuso. Rre Ramogotlho a re mo nakong ya gompieno ba setse ba kgonne go kgobokanya disamente tse ba tlaa di dirisang mo tirong eo mme e bile ba santse ba tshwaragane le tiro ya go kgobokanya madi go reka dilwana tse dingwe tse di tlaa dirisiwang mo tirong e. A re boeteledipele jwa motse wa bone bo setse bo nnile le seabe sa go ba thusa ka go ba abela motlhaba. O tlhalositse gore motlhaba oo, ke o o gapilweng mo bathong ba ba neng ba o epa e se ka fa molaong, mme o sa bolo go nna kwa kgotleng o sa dirisiwe. Ka jalo ba bona go le botoka gore ba o sole molemo ka go o dirisa go aga ntlwana. Rre Ramogotlho a re gape go na le banni bangwe ba motse ba ba setseng ba ithaopile gore ba tlaa nna le seabe mo tirong e ka go reka didirisiwa dingwe ga mmogo le ba ba ithaopileng go tsenya letsogo ka go aga ntlwana eo kwa ntle ga dikatso. O ne a kopa botlhe ba ba nang le kgatlhego ya go thusa mo tirong eo go ba thusa ka fa ba kgonang ka teng gore tiro eo e tle e wele ka bonako. A re keletso ke gore e re ba fetsa go aga ntlwana, ba mo tsenyetse pompo ka a santse a kopa metsi mo baagisanying. E rile a ama dikgang tse dingwe, o tlhalositse fa motse wa bone o tlhaelelwa ke bodiredi bo tshwana le mmaboipelego, ka jalo ba sokola go bona ditirelo tsa boipelego. A re ba tlamega go latela ditirelo tsa boipelego kwa Letlhakeng mme seo se a ba turela ka e bile ba tsamaya sekgala se seleele mo tseleng e e sa siamang. society 9 Moithuti o kgothatsa bangwe ka ene Moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Boitshoko JSS kwa Molepolole, Reginald Keikotlhae o kgothaditse banana go beeletsa mo dithutong tsa bone. Keikotlhae yo o dirarang mophato wa bobedi, o buile se mo moletlong wa kabo dimpho wa sekole seo bosheng, Phalane a le lesome, kwa Molepolole.O rotloeditse bana ba sekole ka ene go lemoga boleng jwa thuto, a re ba tlhwaafalele go e tsaya tsia, a tlatsa ka gore ke yone e ka ba dirang se ba eletsang go nna sone mo setshabeng. E rile a fa sekai, Keikotlhae a re fa dipula di phaila, batsadi ba ipaakanyetsa go lema, a supa fa selo se se botlhokwa thata mo temong ele peo. A re peo fa e sena go lemiwa, batsadi ba dira tse tsotlhe tse ba di kgonang go tlhokomela peo eo; e nosediwa e bo e tlhagolelwa gore e seka ya hupediwa ke mhero. Monana yo, o ne a tshwantshanya peo le thuto. A re bone ele bana ba sekole ba ba iseng ba tsene thata mo temong, ba tshwanelwa ke go lema thuto e a reng ke yone peo ya bone. A re ba lebaganwe ke go dira mo gotlhe ba ka go kgonang go tlhomamisa gore peo e, e tlhokomelwa ka go bala le go dira tiro e ba e fiwang ke barutabana. Keikotlhae o kgadile a sakgwe mathe bana ba sekole ba a reng ba direla barutabana bodipa le bogoma mo dikoleng, a re ke boitsholo jo bo sa letlelesegeng le mo setshabeng, a tlatsa ka gore bana ba ba dirang jalo ga ba ke ba nna le bokamoso jo bo siameng. “Boitsholo jo bo makgasa le thuto ga di kopane, mme fa reka tlhokomela peo e, e tla aga bokamoso le go tlatsa ditoro tsa rona”, a gatelela. O ne a wetsa ka go kopa batsadi go tsaya karolo mo dithutong tsa bone go tlhomamisa gore lefa ngwana a palelwa ke thuto mme boitsholo jwa gagwe jone e nna jo bo eletsegang mo setshabeng. Bokhutlo education 4 Go tshwarwa ga phane go santse go tswaletswe Ba lephata la dikgwa ba tsibosa setshaba go nama ba eme pele go tshwara phane ya Moranang gore e kgone go gola. Fa a buisa phuthego ya kgotla ya lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgotlaneng ya Ikageleng mo Selebi Phikwe, mogolwane mo lephateng la dikgwa, Rre Julius Modikwa a re go setse go na le bangwe ba ba beileng phane botsetse. A re go dira jalo ga go letlelelwe e bile ba ya go tseela dikgato ba ba tlaa fitlhelwang a bapetse phane a sena teseletso. A re mo nakong eno phane e santse e le nnye mme fa e setse e godile ba tlaa ntsha diteseletso. Rre Modikwa a re o tshwentswe ke batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira kgwebo ka go tshwara phane. A re lephata le thusa batho ba go nna jalo ka didirisiwa tse di tshwanang le dipitsa ba bo ba fiwa dijo tsa P500. Mo godimo ga se a re puso e thusa ka go ba duelela go isiwa phaneng. Rre Modikwa a re go a swabisa gore e re puso e dira maiteko a a kalo ba ba thusitsweng ba bo ba goga dinao ntswa phane e dira madi a mantsi. A re bangwe ba dira borukutlhi ka go saenela boradikoloi gore ba ba isitse phaneng ntswa ba ne ba sa ya phaneng mme morago ba kgaogane madi fa puso e sena go duela. A re selo se ke molato o motho a ka o sekelang. Mo godimo ga se a re phane e tshwarwa fela mo dibekeng tse di ferang bobedi, tse nne ka Moranang le tse nne tsa Sedimonthole. O kopile ba ba thusitsweng ka lenaneo le go batla methale e mengwe ya go dira madi ba dirisa didirisiwa tse ba thusitsweng ka tsone ka gore kgwebo ya bone e nna teng fela ka Sedimonthole le Moranang. A re tante e ba thusitsweng ka yone le dipitsa di ka kgona go hirisediwa batho gore ba kgone ba itshetse phane e santse e ile kupu. Mo godimo ga se, Rre Modikwa a re lephata la gagwe le tshwentswe ke batho ba ba tsweletseng ka go rema ditlhare di santse di le metsi ba bo ba rekisa dikgong. A re go dira jalo ga go letlelesege e bile motho o ka nna a tseelwa dikgato fa a ka tshwarwa. A re go rema dikgong le gone go tseelwa teseletso mme a kopa morafe go emisa go reka dikgong mo bathong ba ba senang diteseletso. society 9 Dikgaisano di a wela Dikgaisano tsa bodiragatsi tse di ntseng di tsweletse kwa dikgaolwaneng tsa botlhophi tsa Kgalagadi Borwa, di tloga di ya bokhutlong. E ne ya re ka mafelo a beke, ga bo go o sha logong go sala molora, fa ditlhopha tsa bodiragatsi ka go farologana jaaka mmino wa setso, poko, ditinkane, dikhwaere, dikatara le metshameko ya serala di ne di iteisana borathana kwa Werda. Kwa go tsone dikgaisano tseo, mogolwane wa lephata la bodiragatsi le ngwao kwa Tsabong, Mme Malebogo Mosala, o ne a kgothatsa ditlhopha tsa bodiragatsi go godisa ditalente tsa bone le go di tsaya e le dikgwebo tse di ka ba humisang mo isagong, fa ba itsetsepetse. Mme Mosala o ne a gwetlha ditlhopha tsotlhe go tsaya malebela le go ithuta mo go bangwe gore ba tle ba kgone go gola.O ne a ba kgothatsa go bula matlole a dipolokelo gore madi a bone a babalesege. O ne a supa fa maikaelelo a lenaneo le e le go ntsha banana mo mebileng ka go ba aga. Mogolwane o ne a gwetlha badiragatsi go itlotla ka dinako tsotlhe le go nna sekao mo setshabeng ka melaetsa e ba e gasang. Mo dikgaisanong tsa dikhwaere, ya Logonono LG kwa Tsabong, e ne ya tsaya maemo a ntlha, ya longwa serota ke ya Kagiso kwa Kokotsha, ya bofelo ya nna ya Tsogong Maroko ya Tsabong bokone. Mmino wa setso o ne wa tsewa ke setlhopha sa Diphala tsa ngwao go tswa kwa Maralaleng, se latelwa ke sa Re Batswana go tswa kwa Kokotsha, fa sa bofelo e ne le sa Di ya ntweng yone e le ya Tsabong. Mo metshamekong ya serala, Baithaopi go tswa kwa Bogogobo ba ne ba gapa maemo a ntlha fa a bobedi a tserwe ke Itireleng go tswa kwa Gakhibane. Maemo a ntlha mo kgaisanong ya ditinkane, a ne a gapiwa ke Rre Samanyane Kudume, a bobedi one a gapiwa ke Rre Kediutlwile Mathule. Mo dikatareng, maemo a ntlha a ne a gapiwa ke Rre Ferry Michael go tswa kwa Hereford, a longwa serota ke Rre Nkopo Ditshoso go tswa Kokotsha, maemo a boraro o ne a gapiwa ke Rre Andries Bok, go tswa kwa Werda. Mo mabokong, Rre Tshwarelo Maletsi e ne ya nna ene mofenyi wa ntlha go tswa kwa Hereford, a latelwa ke Rre Osenotse Fox wa Tsabong Bokone, fa maemo a boraro a tserwe ke Rre Olebogeng Mosimnewapula go tswa kwa Kokotsha. Mongwe wa baatlhodi ba letsatsi leo, Rre Alfed Itumeleng morutabana go tswa kwa sekoleng se sebotlana sa Tsabong, o ne a gakolola badiragatsi go itlhokotsa ka dinako tsotlhe le go kopa dikgakololo mo go ba bangwe, go nna seeposengwe go dirsana sentle mo setlhopheng, go nna pelotelele le go nna lorato mo go se ba se dirang. O ne a kopa le ba ba fentsweng gore ba se ka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka go dira ka natla le go baakanya diphoso tsa bone mo nakong e e tlang. Mokhanselara wa Werda, Mme Bakae Mathule, o ne a kopa badiragatsi go ikgapha go tsena mo ditirong tsa botlhokatsebe ka bo ba senyetsa botshelo mo isagong. O ne a ba gwetlha go fetoga ka go nna sekao ka go gasa melaetsa ka bodiragatsi jwa bone. Mokhanselara Mathule o ne a rotloetsa bogolo jang bomme go tsaya karolo mo bodiragatsing le gore ba emane nokeng ka dinako tsotlhe ka e lebone thari ya setshaba. O ne a kopa ditlhopha go dirisa madi a ba atswiwang ka one mo dikgaisanong tseo ka kelelelo le ka go ka di thusa go itlhamela ditiro, go fokotsa tlhaelo e ntsi ya ditiro mo lefatsheng leno, a tlatsa ka go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo dikgaisanong tseo di atlege. Go lebilwe gore e re mo bosheng, go bo tshwerwe dikgaisano tsa mebino ya Polka le mmamadikwadikwane, tse le tsone di tlaa tlhotlhang ditlhopha tse fentseng. BOPA arts_culture_entertainment_and_media 0 Go thujwa ga matlo go a tshwenya Bogodu jwa go thujwa ga matlo go tshwentse mapodisi kwa Kanye. Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Mogomotsi Matlapeng mo potsolosong le Superintendent Matlapeng a re go tswa kgwedi eno e le 13 go tsena e le 20, go thubilwe matlo ga bo ga utswiwa mo dikgotleng di le mmalwa tsa kgaolo ya gagwe, di akaretsa Kgwakgwe, Mathubapula, Sekokotla le Motlhala. A re go thujwa moo, go ne go dirwa bosigo beng ba robetse mme e re ba tsoga, ba fitlhele dithoto tsa bone di seyo, a re go ne ga utswiwa dithelebishini tsa mofuta wa plasma di supa, tsa madi a selekanyio sa P39 000. Superintendent Matlapeng o tlhalositse fa dirukutlhi tseo, di ne di tlhasetse malwapa a matona, a a nang le matlo a matlhabaphefo a matona mme a sena ditshipi tsa tshireletso. O tlhalositse fa go sa tshwarwa ope mabapi le borukutlhi jo mme mapodisi ba santse ba le mo patlong ya dirukutlhi. A re mo go one malatsi ao, go ne ga utswiwa dikgetsana tsa semente di le 31 kwa kgotleng ya Kgwagwe mme ka thuso ya setshaba, dikgetsana tseo tsa bonwa. Superintendent Matlapeng o ikuetse mo setshabeng go tlhokomela dithoto tsa bone ka dinako tsotlhe. A re ba tsenye dishipi tsa itshireletso le go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhI. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Botsogo jwa ngwana konokono Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, o kgothaditse baeteledipele ba dikolo tse dipotlana go tshwara ka thata go ruta bana boitshwaro le ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng gore ba seka ba tsenwa ke malwetse. Dr Kedikilwe o ne a bua se kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba lephata la botsogo go tswa Bobirwa District Health Team kwa Sefhophe. O tlhalositse gore ‘lore le ojwa le sale metsi’ a re fa ngwana a sa bona lerato le kgodiso e e maleba go thata go fetola se a leng sone a setse a godile. Dr Kedikilwe o tsweletse a re ngwana o tlhoka lorato le go pepetlediwa a na le ngwaga le kgwedi ka gore tlhaloganyo ya gagwe e le bofefo go tshwara se a se rutwang. A re ngwana ke peo e e tshwanetseng go babalelwa le go nosediwa gore e tle e ntshe maduo a a ka sologelang isago ya lefatshe molemo,a re fa go se nang botsogo teng ga gona botshelo jo bo siameng. E rile a tlhalosa maikaelelo a moleto ngaka go tswa kwa Bobirwa DHTM Rre Jackson Kaguamba a re setshaba ga se a tshwanela go ikgatholosa botsogo jwa bana.A re dingwaga tsa ntlha tse tlhano ke tsone tse di botlhokwa ka gore dikarolo tsa mmele di a bo di santse di gola go fitlha ngwana a tshwara ngwaga tse masome mabedi. Dr Kaguamba a re ngwana o tlhoka menontshane e e tlhokafalang jaaka dijo tse di phepha ebile dina le dikotla le go tlamelwa ka melemo e e mo sireletsang mo malwetseng gore a gole sentle. A re go sa nneng jalo se se ka felela se ama boboko jwa ngwana ka jalo ba losika ba amege le setshaba ka kakaretso. Dr Kaguamba o kgotlhaditse batsadi go tlhokomela tikologo e bana ba golelang mo go yone gore e nne e le phepa ka nako tsone go tila megare e e ka bakang malwetse a a tisiwang ke ditshidinyana jaaka montsana.O tsweletse a re malwapa a a tshelelang mo kgokgontshong a na le seabe se se tona mo go kgotlelesegeng ga tlhaloganyo ya ngwana. A kopa botsadi go emisa mokgwa wago nna jalo. Dr Kanguamba a re ba bone go le botlhokwa go tshwarela moletlo wa go nna jaana kwa motseng wa Sefhophe ka ona le komiti e e nonofileng ya botsogo,a re batho ba motse wa Sefhophe ba kopane le ba lephata la botsogo ba tshwanetse go rolelwa hutshe ka ba supile ba kgathala ka botsogo ja bone. Erile a tswa la gagwe molalediwa wa tlotla mookamedi wa Sister Sisters Super Market Mme Nene Solomon Gasemodimo a re o leboga ba lephata la botsogo go bo badirile moletlo wa go tla go ruta batsadi ka tlhokomelo ya bana ka e le bone isago ya kamoso. Mme Gasemodimo are maikaelelo a go ruta setshaba ka botsogo ja bana ke go fokotsa dintsho tse di bakwang ke go se ka ga kentela bana mekento e e thibelang malwetse. Mme Gasemodimo a re ele ba Sistrer Sisters Supermarket ba itlamile go rotloetsa kgodiso ya ngwana e e siameng ka go go abela bana ba ba tlhokang dijo kgwedi tse thataro go tlhomamisa gore botsogo jwa bone bo boela mo seemong le go ema ba lephata la botsogo nokeng ka go nna le karolo mo moletlong mongwe le mongwe o batla o tshwarang mme o ama bana. BOKHUTLO education 4 Kgosi ya Ghani e kopa ditlhabololo Kgosi wa Ghani mo kgaolong potlana ya Okavango, Rre Gaolathwe Botolamang, o supile matshwenyego tebang le letlhoko la ditlamelo kwa motseng wa gagwe. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke go tlhoka motlakase mo motseng, a supa fa botshelo jwa segompieno bo tlhoka motlakase mme letlhoko la one le dia ditlhabololo. Kgosi Botolamang o supile fa ditirelo tsa dikhomputara le ditlhaeletsanyo kwa kgotleng, sekole ga mmogo le kokelwana di sokola ntateng ya go tlhoka motlakase. O ne a tlhalosa gape fa banana ba paledisiwa go itirela dikgwebo mo motseng ke seemo seo. Kgosi o tswelela a supa fa baithuti ba tlhoka motlakase go tlhabolola dithuto tsa bone jaaka tse go dirisiwang dibalamakgolo ga mmogo le gone go bala maitseboa. A re baoki ba na le namane e tona ya tiro bosigo fa ba na le balwetse ka ba dirisa dipone le megala ya lotheka go thusa balwetse ba ba tlhokang thuso ka nako eo. O ne gape a supa matshwenyego tebang le go tlhoka koloi kwa kgotleng le kwa kokelwaneng, a tlatsa ka go re ba tlamega go emela koloi go tswa Shakawe fa ba na le balwetse ba potlako. A re metsana le meraka e tshwana le Rukonga, Senono, Xamukusha, Ipopeng, Nxaunxau, Diniva, Xaudomo, Shongoshongo, Thitutu le Mahorameno e tlamelwa mo Ghani, ka jalo baoki ba tshwaragana le bothata fa go na le balwetse ba ba gateletsweng kwa metsaneng eo. A re dinako tse dingwe koloi ya kokelwana ya Shakawe e e ba tlamelang e thata go bonala ka nako tse dingwe e a bo e sa itekanela kgotsa e isitse balwetse e ba Shakawe kwa Gumare, a supa fa seemo seo se koafaletsa balwetse kwa pele ka gore go tsaya lebaka gore ba tlamelwe. Kgosi o ne gape a ngongorega ka seemo sa metsi se se sa iketlang, a re le sone se busetsa ditirelo kwa morago. O ne a supa fa ba kabo ditsha ba phatlaladitse metse, ka jalo a kopa Water Utilities ya Shakawe go atolosa dipompo motse ka bophara le go tlhabolola tirelo ya bone. A re seemo sa metsi se gwetlha banni go felela ba dirisa metsi a ditanka tsa sekole a a tshwanetseng go dirisiwa ke bana ba sekole le barutabana. O ne a supa matshwenyego tebang tsela ya motse wa bone, a re ba sale jaaka ba tshelelwa lokgarapana dingwaga tse di fetileng ga e ke e baakanngwa, ka jalo e borai, segolo bogolo ka dipaka tsa dipula. “Re kopa fela gore bogolo e nne e baakanngwa gabedi mo ngwageng gongwe e ka ngokela dikgwebo mo motseng wa rona.” Kgosi o ne a gape a supa fa go tlhoka molemisi mo motseng go ba baya ka fa mosing, a tlhalosa fa balemi ba tsaya lobaka go thusiwa. O ne a fa sekai ka go re monongwaga balemi ba filwe peo thari, mme gape go tsere batho ba le batlhano fela, a re fa ba ka bo ba na le molemisi mo motseng o ka bo a laola seemo seo le go bona gore tsela go tsewa e fe. politics 7 Ba lela ka ditsela kwa Serowe Bakgweetsi ba dithekisi ba re seemo sa ditsela se se sa jeseng diwelang se ba kgoreletsa go kgotsofatsa bapalami kwa Serowe. Bakgweetsi ba ngongorega ba re fa dipula di nele ditsela dingwe ga di tsamaege mme e bile dingwe tsa tsone di sa tshelwa sekonotere le ntswa e le ditsela tse ditona. E rile mo potsolosong bosheng le Rre Balopi o ne a tlhalosa fa seemo se, se na le seabe mo kgwebong ya bone, bogolo jang fa koloi e sena go retelelwa ke teko ya gore a e itekanetse. “Fa pula e nele ditsela tse di motlhaba di nna makotikoti re bo re sa kgone go tsamaya mo go tsone jaaka tsela ya Marulamantsi,” ga bua Rre Balopi. O ne a tswelela a ngongorega ka tsela ya Makolo a re, “Ntswa e le tsela e tona e e dirisiwang ke ba ba yang masimo, BHC, dipolasing le kwa lefuting la matlakala seemo sa yone ga se itumedise ka sekontere se ngathogile mo re palelwang ke go tsamaya mo go sone”. Rakgwebo yo o ne a tswelela a re go ngathoga ga sekontere mo ditseleng dingwe ke gone mo go senyang dithaere tsa dikoloi tsa bone. Rre Balopi o tsweletse a re, “Mapodisi a pharakano ya ditsela bone ba re pega molato wa gore dikoloi ga di a itekanela go ka tsamaya mo tseleng le go pega setshaba”. O ne a ngongoregela gore ngwaga le ngwaga ba kgethela dikoloi mme ditsela tse ba tsamayang mo go tsone di sa siama. Rakgwebo yo o tlhalositse fa seemo se se ama kgwebo ya bone ka jaanong e le go berekela go baakanya dikoloi le go duela lekgetho mme bone ba sa bone sepe. O tsweletse a tlhalosa gore tsela e e yang Makolojane e na le mantswe a a kokonelang dithaere tsa dikoloi tsa bone e bile di kgongwa ke mantswe ka fa tlase. A re selo se, se ba kgoba marapo go isa bapagami kwa lefelong leo. “Seemo se, se re kgoreletsa go gola, le gone go dira madi ka gantsi re emela bapagami ba ba yang kwa mafelong a a nang le ditsela tse di tsamaegang. Mme kana se, se baya ba ba senang ditsela ka fa mosing.” E rile a digela, Rre Balopi a re bogolo keletso ke gore go dirwe ditsela tsa ditena ka tsone di sa lope madi a mantsi jaaka sekonotere, bogolo jang ka Serowe e le motse o motona. Leloko la Serowe Taxi Services gape e le mokgweetsi Rre Kagisano Kebosenke ya re a latlhela tlhware legonnyana a re e re le ntswa ba lephata la dipalamo le ditlhaeletsano ba supile fa ba tshwanetse go isa bapalami kwa ba yang teng mo motseng, se ga se kgonagale sekgoreletsi segolo e le ditsela tse di sa siamang. Mokgweetsi yo o ne a ngongorega ka mola wa ditsela tsa sekontere a re o mosesane mo go senang fa ba emang teng mme se se ba baya ka fa mosing fa ba tshwanetse go emela mopagami. O ne a tlhalosa gore dipula tse di neleng monongwaga o rogwa di ngathile sekontere mo ditseleng ka bontsi mme seemo seo se ba fa bothata fa ba kgweetsa le gone go tla ba ntse ba faposa dikoloi go tila mahuti a. “Tota mela e e tlhoka go okediwa ka ditena ka tsone di se thata go rekwa”. society 9 Batlokwa Development Trust e ya ditlhophong Mokgatlho wa Batlokwa Development Trust o itlamile go somarela tse di mo tikolong ya motse le go bona gore di a somarelwa. Mothusa modulasetilo wa Batlokwa Development Trust, Rre Phillip Matsetse o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a bone a akaretsa go dira ditiro tsa ditlhabololo tse di ka dirwang botoka ke morafe. Rre Matsetse o boletse fa ka Matlhatso kgwedi e tlhola masome a mabedi le motso go tlaa tshwarwa ditlhopho kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa tse mo go tsone go tlaa tlhophiwang maloko a komiti ya mokgatlho oo. O tlhalositse fa ditlhopho tseo di tshwarwa ka jaana nako ya maloko a magologolo e tsile bokhutlong mme lebaka le maloko a le tsayang mo komiting e le dingwaga tse tharo. O boletse fa ba ba emelang go nna maloko ba tshwanetse e be e le Batlokwa ka jalo seo se raya le baagedi ba ba ntseng mo Tlokweng dingwaga di se ko tlase ga botlhano e bile ba ikamantse le merero ya motse. O ne a tlatsa ka gore ba tshwanetse gape ba bo ba se kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le bobedi ebile ele batho ba ba nang le boikarabelo le seriti mme ba sena mekgwa ya borukutlhi. O tlhalositse fa mokgatlho oo e le lekala la morafe le le filweng maikarabelo a go sireletsa tsotlhe tse di mo motseng, go di tlhabolola le go di tsweledisa, a tlatsa ka gore konokono ya mokgatlho o ke go rotloetsa ngwao le go e tsosolosa mme ke ka moo monongwaga ba ileng ba tshwara letsatsi la Batlokwa la ngwao le le tlaa nnang ngwaga le ngwaga. Rre Matsetse a re kwa Tlokweng jaaka mo metseng e mengwe go na le matamo, didiba, masotla, mafelo a ngwao le tse dingwe mme tseo tsotlhe ke lehumo la morafe le le ka fa tshireletsong ya ga kgosikgolo mme mokgatlho oo o thusa gore di babalelwe. A re pabalesego ya tseo tsotlhe ke boswa ka di tlaa ruta kokomane e e tswang kwa tlase ngwao. O boletse fa go sale go nna le mokgatlho ka ngwaga wa 1982 o o neng o bidiwa Tlokweng Rural Development Trust (TRDC) mme erile Puso e tsaya ditiro tsa tsamaiso ya Thuto tse di ne di dirwa ke TRDC ga tlamega gore ka ngwaga wa 2012 go kwadisiwe mokgatlho o mosha mme wa bidiwa Batlokwa Development Trust mme ka one ngwaga oo go ne ga tlhopiwa maloko a ntlha a mokgatlho. Rre Matsetse o rotloeditse Batlokwa go tla ka dipalo tse dikgolo le ka nako go tla go tlhopha maloko a mokgatlho wa bone. politics 7 Rammidi a re thuto e emelwe ka dinao Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o rotloeditse banni ba kgotla ya Goosebako kwa Kanye go tlhakanela thuto ya bana le barutabana gore maduo a tle a nametse. Mopalamente Rammidi o ne a tshwere phuthego ya kgotla ka mosupologo. O boletse fa maduo a ditlhatlhobo a supa fa bana ba le bantsi ba sa dira sentle mo lekwalong la bosupa le la boraro. A re bontsi jwa bana ba ba paletsweng bo tsile go gobeya mo mebileng. Rre Rammidi a re barutabana ba neetse tshwene marapo fa e sale go nna le ngalo ditiro ya babereki, mme jaanong puso e paletswe ke go buisana le bone fela sentle le go ba okeletsa madi. O boletse fa badirela puso ba sa amogele sepe, ke sone se bangwe jaanong ba inakantseng le go batla dipipa molomo ka ba nna ba sena madi. Mo go tse dingwe, o boleletse phuthego gore madubedube a matlhabelo a BMC a santse a tlhotlhomisiwa. Fa ba tswa la bone, banni ba ngongoregile ka maphata mangwe a puso jaaka la omang, sepodise le dipalamo, ba bolela fa ba le maoto a tshupa mo go ba thusa. Ba boletse fa go na le batlhoki mo kgotleng ya bone mme ba sa thusiwe ke puso le mororo ba kopile khansele go tla go ba sekaseka. Bokhutlo education 4 Mme Stephans o itshetsa ka go rekisa bompopi Kwa Sehithwa, dikhilomithara di ka nna lekgolo kwa borwa bophirima jwa Maun mo kgaolong ya Ngami, go na le Mme Elena Kaepo Stephans yo a itemogetseng fa e le ruri metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balati. Mme Stephans ke mme wa Mombanderu, yo o itshetsang ka go rekisa bombopi ba setso sa ga gabo. Mo potsolotsong le BOPA, Mme Stephans o tlhalosa jaana; “Bompopi ba ke ba dirang ba mefuta mebedi, go na le ba ba dirilweng ka matlalo le ba ba dirilweng ka matsela.” Mme Stephans o tlhalosa gore ntswa bompopi ba a ba dirang ba sa tshwane ka modiro le ka kapari, botlhe ba supa diphetogo mo kaparing ya bone ya pele le ya gompieno, e e bonwang mo morafeng wa Ovambande le Baherero. O tlhalositse fa mosepele wa gagwe wa go dira le go rekisa bompopi o simolotse ka 1996. “E rile go goleng ga me, ke fitlhetse mme a dira le go rekisa bompopi ba setso,” a tlhalosa. E re ntswa go ntse jalo, Mme Stephans o supa fa a ne a sena kgatlhego kgotsa keletso ya go tsaya malebela mo go se se neng se dirwa ke mmaagwe, selo se a se ikotlhaelang le gompieno. E ne ya re morago ga go tlhokafalelwa ke mmaagwe ka 1996, mme Stephans a bona go le matshwanedi go gata mo dikgatong tsa motsadi wa gagwe, tsa go dira le go gweba ka bompopi ba setso. “Loeto lwa me lwa go dira bompopi e ne e se lo lo bonolo. Kgwetlho ya ntlha e ne e le ya go simolola go dira bompopi ba ba mo seemong e bile ba kgatlha leitlho la moreki. Ke yone nako e ke ileng ka itemogela gore go dira bompopi go ne go se motlhofo jaaka ke ne ke akantse,” a rialo Mme Stephans. Mme Stephans o ne a ikotlhaela go ithela moriti o tsididi mo go anyeng matsipa a go lomaganya mpopi o o mo seemong sa go ka rekisediwa moreki mo go mmaagwe. Le fa go ntse jalo, a re o ne a seka a rwala matsogo mo tlhogong, kana a tlelwa ke mowa wa boitlhobogo. Lenyora la go ipona a dira sengwe se se ka tsisang letseno la madi le go jesa ba lelwapa la gagwe, e ne ya nna seikokotlelo sa gagwe sa go netefatsa gore o diragatsa maikaelelo a gagwe. “Morago ga go wa le go tsoga makgetho a le mmalwa, ke ne ka simolola go itemogela kgolo mo botsipeng jwa go dira tiro e, mme kgwebo ya simolola go dira sentle,” a tlhalosa. Mme Stephans o tlhalositse gore mo dingwageng tse di fa moragonyana, kgwebo e ne e dira sentle, ka gore kwa ntleng ga batho ba ba neng ba reka ka bongwe ka bongwe, ba Nhabe Museum mo Maun le bone ba ne ba reka bompopi ka ditlhwatlhwa le ka dipalo tse di fa godimonyana. O tlhalosa gore mo bogompienong theko e wetse tlase ka gore ba Nhabe Museum ba emisitse go reka mo go ene, se se rayang gore go mo maruding a gagwe go rwala dithako go batla bareki mo a reng go ja madi le nako e ntsi. Se Mme Stephans a leng motlotlo ka sone ke gore o setse a rutile ngwana wa gagwe wa mosetsana go dira bompopi ba setso. Mme o gakolola batsadi gore ba tshwanelwa ke go ruta bana maele a botshelo nako e santse e le teng gore e re motlhang ba hularang bana ba seka ba sala e le makgoba a ba bangwe ka ntlha ya go tlhoka go itirela ka diatla. Keletso ya ga Mme Stephans ke go batla methale e mesha ya go dira bompopi ba bangwe gore ba ngoke bareki ba basha. Se sengwe gape se a se eletsang ke tshwaragano le tirisano mmogo ya bagwebi ba babotlana le ba ba setseng ba dira sentle mo dikgwebong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Modulasetilo o akgola banni Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mogorosi mo kgaolong
ya Lerare Rre Motlhanka Pheko o akgotse banni ba motse oo go bo ba tsibogela
mananeo a puso a go nyeletsa lehuma mo Batswaneng. Rre Pheko o ntshitse kgakololo
eo bosheng mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA. A re go a supagala fa jaanong
dikitso ka mananeo a di goroga mo banning ka e ne ya re go le pele ba bo ba le
maoto a tshupa go ka a tsibogela. A re mananeo a a botlhokwa
fela thata e bile seabe sa one sa go fetola matshelo a batho se bonagala mo
setshabeng ka kakaretso. O tlhalositse fa lenaneo la
go abelwa dihutshane le atile mo banning e bile e le lone le dirang sentle
godimo ga otlhe. Ka jalo o ne a rotloetsa ba ba akotseng dithuso tsa
mananeo a go nna jalo go tsenya moko mo nameng mo ditirong tsa bone go di itsa
go phutlhama, a tlatsa ka go tlhalosa fa lorato le boineelo mo ditirong tseo e
le konokono go tsisa maduo. Mme fela Rre Pheko o ne a
gakolola ba ba saletseng kwa morago go le aramela le sa tlhabile. Le fa go ntse jalo,
modulasetilo o supile matshwenyego a go abiwa ga dithoto kgotsa didirisiwa tsa
mananeo a. A tlhalosa fa go le gantsi
didirisiwa tsa ba ba setseng ba kanokilwe go thusiwa di goroga morago mme a re
seo se ka feletsa se bakile tatlhegelo ya tshepho mo baikopeding. Ka jalo a kopa bodiredi go
fefosa ditirelo tsa go thusa batho ba go nna jalo. society 9 Western Masters e abela baithuti Ba mokgatlho wa Western Masters ba abetse bana ba basetsaba ba sekole sa Mahupu Unified dimpho tsa mesangwana (sanitary pads) tsa madi a a fetang P21 000. Erile a amogela dimpho tseo, mogokgo wa sekole seo Rre Khan Masau, a tlhalosa fa sekole sa gagwe se amogela bana ba mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano, go tswa mo dikoleng tse tharo tse di mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng. O tlhalosiste fa dikole tseo e le sa Mahupu, Mphuthe le sa Lempu, a bo a tlhalosa fa sekole seo se ntse se sa dire sentle mo mophatong wa boraro mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, a bo a supa fa erile ngogola sekole seo sa ntsha maduo a a botoka ka se kgonne go ntsha bana ba ba tsereng maduo a A ba le babedi, ba ferabongwe ba dule ka maduo a B, ba le masome a robabobedi le bongwe ba tsere C, fa ba bangwe ba tsere maduo a a kwa tlase. Mogokgo o tlhalositse fa ba na le maikaelelo a go ntsha maduo a mantle monongwaga, a bo a supa fa ba ikaelela go sala morago bana ba ba tsileng ka maduo a ntlha kwa dikoleng tse dipotlana, go elatlhoko maduo a bone kgwedi le kgwedi le gone go ba rotloetsa. O supile gape fa ba dirisana le bagokgo ba dikole tse dipotlana gore ba thusanye gore ba ne ba kgona bana jang gore ba pase, ba rotloetsa batsadi go tla go bona maduo a bana a sekole le gone go fa baithuti ba ba nnang kwa motseng sebaka sa go ithuta maitseboa. Rre Kesaletse Ditshetelo go tswa kwa mokgatlhong wa Western Masters o tlhalosiste fa mokgatlho o, o bopilwe ka bana ba bontsi jwa bone ba tswang mo kgaolong ya Kgalagadi, a supa fa maikaelelo a bone e le go thusa bana ba dikole ka jaana ba itse letlhoko la bone. O supile fa e se lantlha ba dira tiro e ba e dirang, ka ba kile ba etela bana ba sekole sa Matsha go ya go bua le bone, morago ga gore go tsoge tlhakatlhakano kwa sekolong seo, a supa fa maikaelelo a bone e le go fa bana lorato le maele a botshelo. O supile fa ba dira se ka ntlha ya gore puso e supile fa e ka se kgone e le nosi, ke gone ka moo ba neng ba dira se ba ka se kgonang go fa bana tsholofelo. Rre Ditshetelo o supile fa toro ya mokgatlho oo, e le go direla bana ba Matsha ba ba tlhokafetseng ka kotsi ya koloi dihikantswe. Fa a fa mafoko a kgothatso moithuti wa pele wa sekole seo Mme Segolame Kedumedi o kopile bana ba sekole seo go se senye sekole seo, a bo a ba kopa gore o eletsa go fitlhela sekole seo mo dingwageng tse some tse di tlang se ntse se le sentle jaaka a se bona, o ba kopa gape go se phepafatsa le gone go somarela dithoto tsa sone. Mme Kedumedi o kopile bao ba ba sa direng sentle mo dithutong, go ikgolaganya le ba ba dirang sentle gore ba tle ba ba thuse, go na le go ba kgokgontsha le go ba senyetsa. O kopile bana go tsaya thuto kana metshameko e ba e rutwang kwa sekoleng ka tlhwaafalo, a supa fa metshameko le yone e kgona go ba thusa kamoso. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka o ne a lebogela mpho ya ba Western Masters, a supa fa go le sego letsogo le le abang. BOKHUTLO education 4 Dithubaruba ke boremelelo jwa ditso tsa merafe Dithubaruba kgotsa Dithejwane jaaka le tlwaelesegile ke seikokotlelo sa ditso tsa lefatshe leno. Se se builwe ke Dr Seratwa Ntloedibe ka Matlhatso mo loetong lo lo neng le rulagantswe ke barulaganyi ba moletlo wa Dithubaruba wa ngwaga le ngwaga mo Molepolole ba itshwaragantse le mokgatlho wa Y Care Charitable Trust. Dr Ntloedibe yo e leng mongwe wa bommantswitswidi ba ditso ke mongwe wa ba ba nang le kgatlhego ya go itse ka ditso tsa lefatshe leno le go di ribolola jaaka di ntse. Jaaka e ne e le mongwe wa ba-tsaya karolo mo loetong lo lwa go bona matlotlo a ditso a Dithubaruba, o boletse fa Dithejwane e ne e le motse mogolo wa Bakwena le merafe e mengwe ya Batswana jaaka Balete, Bakgatla ba ga Mmanaana, Bakaa, Batlokwa. O tlhalositse fa merafe eo, e ne e gorogela kwa Dithubaruba go tswa Afrika Borwa ba tshabile dintwa tsa batho-basweu le tsa merafe e mengwe jaaka tsa Mfecane mme ba batla tshireletso mo go Kgosi Sechele I ka e ne e le mogaka wa nako eo. E rile a bua mo potsolotsong, Dr Ntloedibe o supile fa lefelo leo, le humile ditso ka jaana lefatshe leno le le se e leng sone ka ditso tse di fitlhelwang koo. Are dingwao tsa merafe ya lefatsheng leno tse e leng tsone di kgabisitseng ditso tsa lefatshe le, di ka bo di sa nna teng fa e ne e se ketelelo pele e e nonofileng ya ga Kgosi Sechele I yo o neng a tshajwa bobe ke batho-basweu ka jaana a ne a kgonne go fenya ntwa ya maburu mme a sireletsa melelwane ya lefatshe le. Le fa go ntse jalo, a re se se utlwisang botlhoko ke gore mmuso wa sekoloni o dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go ribegetsa ditso, ka jalo ga kwalwa se e seng boammaruri ka ditso tsa lefatshe le. Dr Ntloedibe a re fa dilo di ne di ka fetolwa, bontsi jwa merafe bo ne bo ka tseela lefelo le kwa godimo ka go itse fa ba thaegile koo. O supile fa semorafe se ka bo se ne se seyo ka gore tshaba ya Botswana ke tshaba e le nngwefela mme e kgaogantswe ke dintwa tsa Mfecane. Dr Ntloedibe a re ditso di supa fela sentle gore merafe ya Batswana segolo bogolo mo borwa jwa lefatshe leno ba ne ba kgona go lwela le gone go sireletsa lefatshe la gagabo le jaanong Botswana o mosha a agetsweng mo go lone. Fa a tswa la gagwe mogolowane go tswa Kgosi Sechele I museum, Rre Power Kawina o tlhalositse fa loeto lwa go ya Dithubaruba lo dirwa ngwaga le ngwaga maikaelelo e le go ruta batho ka lefelo leo le gone go ba supegetsa marope a Bakwena. A re ba dira jalo ka jaana lefelo le le na le bokao le boleng mo goreng lefatshe la Botswana le nne teng. Maikaelelo a bone a mangwe ke go tshwaraganya Batswana le go supegetsa batho gore kgaolo ya Kweneng e humile ditso tse di ka fetolelwang kwa bojanaleng jo bo ikamantseng le ditso. Mongwe wa bagolo ba motse Rre Thuso Dikgaka o gateletse botlhokwa jwa go somarela lefelo le go nna boremelelo jwa bojanala jwa ditso. Loeto lo, lo ne lo tlhagolela tsela moletlo wa Dithubaruba o o tshwarwang ngwaga le ngwaga. Lefelo le, le bonwa kwa ntle ga Molepolole, le le lentle thata ka le dikaganyeditswe ke dithaba. Go bolelwa fa dithaba tseo di ne di sireletsa batho ba ba neng ba nna koo mo babeng. Mo go lone lefelo le, go fitlhelwa marako, ditshilo, masaka le didiba tse batho ba ba neng ba nna koo ba neng ba anwa mo go tsone. Moletlo wa Dithubaruba o tlaa ipelelwa Ngwanatseele a rogwa. ENDS arts_culture_entertainment_and_media 0 Seromamowa se ipela le Bakgatla Badiri ba seromamowa sa Botswana le banni ba Mmathubudukwane le Mochudi kwa kgaolong ya Kgatleng ba ne ba ipelela dingwaga di le masome a matlhano seromamowa seo se ntse se le teng. Fa a bua kwa metseng eo, mogolwane go tswa kwa seromamoweng, Rre Bofelo Rakgasa o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba tsamaye le lefatshe ka bophara go isa seromomaowa kwa setshabeng. A re ba bone gore le bone ba ipele jaaka lefatshe leno le tla a bo le ipelela dingwaga di le masome matlhano le ipusa a tlatsa ka gore ba simolotse kwa Lobatse kwa seromamowa se simolotseng teng. A re mosepele wa go isa seromamowa kwa Batswaneng o tla wela kgwedi ya Lwetse ngwaga ono. Rre Rakgasa o tlhalositse fa seromamowa e le sa setshaba ebile go le botlhokwa thata gore Batswana ba itse badiri ba sone go na le gore ba ba utlwe mo seromamoweng fela. Mogolwane wa seromamowa o ne gape a rotloetsa bana ba dikole ba ba neng ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo go dira ka natla mo dithutong tsa bone a tlatsa ka gore botshelo jwa malatsing ano gore motho a bo kgone ke go bo a tsene sekole. E ne ya re a tswa la gagwe, kgosi ya Mmathubudukwane, Kgosi Michael Balebetse o ne a supa fa ba le motlotlo thata go bo seromamowa se ne se gasa ka tlhamalalo go tswa kwa motseng wa bone. O ne a leboga badiri ba sone thata a supa fa ba ne ba sa ba itse mme ba itse mantswe a bone. Kwa Mochudi, Kgosi Modise Pilane o ne a tlhalosa fa a itumelela gore badiri ba seromamowa seo nako tsotlhe fa ba le mo tirong ya bone ba letsa dipina tsa bana ba Botswana mme o ne a ba rotloetsa go tshwara fela jalo. A re go dira jalo ba supa gore mmino wa mo gae o seka wa latlhega a tlatsa ka gore le bone badiragatsi ba one ba tla nna le tshepo mo go sone seromamowa. E ntse e le kwa letsatsing leo, modulasetilo wa ba-na-le-bogole Rre Shadrick Ndlovu yo le ene a neng a itumeletse loeto la badiri ba seromamowa, o ne a tlhalosa fa ba na le komiti ya bao baba tshelenag ka bogole mo Mochudi. A re maikaelelo a komiti eo ke go rotloetsa botlhe ba ba tshelang ka bogole gore ba seka ba itlhoboga mme ba batle maele a go itshetsa mo matshelong a bone. Kgosi Segale Linchwe ene o ne a bua ka ditso tsa Bakgatla a supa fa Bakgatla e le batho ba ba ratang ngwao ya bone mme ebile ba e tlotla fela thata. Badiri ba seromamowa ba ne wetsa loeto la bone mo kgaolong ya Kgatleng ka go itisa le Bakgatla bosigo jotlhe ka matlhatso kwa lebaleng la Rovers. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Makgotla a barui a lela ka matlhabelo Makgotla a barui kwa kgaolong ya Ghanzi ba re go tsaya lebaka gore ba duelwe morago ga go rekisetsa matlhabelo a Lobatse dikgomo. Makgotla a ne a ntsha ngongora e mo phuthegong le motshwarelela tona wa temo thuo, Rre Patrick Ralotsia, kwa Ghanzi bosheng. Makgotla a a akaretsa a Okwa/ Gwana, Ovitore, Keledi le la Ghanzi Beef Production. Makgotla a a boleletse tona fa matlhabelo a Lobatse a nna a ba solofetsa gore ba tla a bona madi morago ga malatsi a mararo, mme ga ga gona sepe se se diragalang ka gore fa baya kwa dibankeng go ya go batla madi a bone ba dibanka ba ba tlhalosetsa fa Matlhabelo a sa tsenya madi. Makgotla ao a boleletse motshwarela tona fa bone ba rekisa dikgomo tsa bone ba lebeletse mathata a ba nang nao, mme jaanong matlhabelo a tsaya kgwedi kana dibeke tse pedi go ba duela go felela go tsenya barui mo mathateng a go batla dikoloto tse di sa tlhokafaleng. Makgotla ao a boleletse Motshwarela Tona gore ke nako ya gore Matlhabelo a Lobatse ba ntshe tsetlana e e letelela BMC ele nosi go rekisa nama kwantle ka gore e paletswe ba supa gore fa o bona epalelwa ke go baduela mo sebake se ba dumalanyeng le barui gora ya gore ga ena mosola ka jalo batshwanetse go nnelwa tetla ya go rekisa dikgomo tsa bone kwa ntle ga Lefatshe leno. Makgotla ba supile fa Matlhabelo a Lobatse a sena therisano le makgotla a barui ka fa ba tsena mo ditlhwatlhweng tsa dikgomo tse ba dibolayang le tse ba direkang ditshela. Makgotla ao o boleletse Tona gore ka dinako tsa leuba LAC ya Ghanzi ga tlise dijo jaaka go tshwanetse ka jalo ba kopa gore LAC e tlise dijo tsa le leruo jaaka barui ba kopa. Erile Dr Akolang Tombale araba dilelo tsa bone okopile makgotla go tshwaragana gore ba kgone go dirisana le bone sentle ka gore o lemogile fa Matlhabelo a na le mathata fa go tla mo thekisong ya nama ya bone kwa mafatsheng a tlhalosa fa Matlhabelo a Lobatse a kolota madi a fitang 800million pula ke sone se dirang gore ba tseye sebaka ba sa duele barui. Rre Ralotsia o rotloeditse makgotla a barui go tshwaragana gore ba kgone go tlhopa lekgotla le letona mo Ghanzi le le tla kgonang go ba buelela le Puso fa gona le mathata mo Kgaolo ya bone jaaka bana le mathata le Matlhabelo a Lobatse . Erile Mopalamente a leboga Rre Noah Salakae a re o lebogela Motshwarelela Tona go bo a kgonne go nna teng mo bokopaanong jwa makgotla a barui ba neng ba mo kopile gore a nne teng mo go jone. A re o lebogela go bo Motshwarelela Tona a tsile le bagolwane ba matlhabelo a BMC, go tla go araba dipotso tsa Batswana. A re ga a itumedisiwe ke dikarabo tse di tlang ka ba BMC tsa gore ke eng ba sa duele Batswana ba ba rekisitseng dikgomo mo go bone ka nako. A re bagolwane ba matlhabelo ba bega fa a dira dipoelo tse di nametsang mme ga ba duele barekisi ba dikgomo ka nako, a re ba tshwanetse go duela Batswana ka nako ka gore ba ikaegile ka dikgomo fela mme ba bangwe bakolota dibanka le mananeo a mangwe a puso a tshwana CEDA. Rre Salakae o kopile bagolwane ba matlhabelo go begela Batswana dipego tse di nang le boleng le boamaruri gore ba itse se se diragalang mo mebarakeng ya theko ya nama le ka matlhabelo a BMC, o rotloeditse makgotla a barui go tshwaragana gore ba bue ka lentswe le le lengwe. economy_business_and_finance 3 Kgolo ya bananyana e ka laolwa ke thuto Mogolwane wa lekalana la tlhabolololo thuto ya bananyana mo lephateng la thuto mo Kgalagadi, Mme Pancy Muzondiwa a re thuto ya bananyana mo dikoleng tsa pre-school ga se go bala le go kwala, mme ke tshimologo ya go bopa ngwana go nna sebopiwa sa tlhwatlhwa se se ka ikemelang isago. O buile mafoko a mo thuto-puisanyong ya batsadi le barutabana ya sekole sa banayana sa Kgalagadi Butterfly Field Academy English Medium Pre School mo Tsabong maabane. Mme Muzondiwa o ne a tlhalosetsa batsadi gore lefelo le ngwana a golelang mo go lone le na le seabe se sentsi mo kgolong ya gagwe, ka jalo ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba godisetsa bana fa go siameng teng ka ba ka felela ba kopa tse di duleng mo tseleng. A re go le gantsi batsadi fa ba isa bana kwa dikoleng tsa bananyana, ba solofetse gore ngwana le fa a na le ngwaga tse pedi kana go feta o ka rutwa go bala le go kwala, ka ba lebile fela gore ba duelela bana kwa dikoleng tseo. Mme Muzonndiwa o ne a gwetlha batsadi go itlwaetsa go etela kwa dikoleng go ya go lekola gore ngwana o dira eng, ka dingwaga tse kae le gore a o neelwa thuto e e tsamaelanang le dingwaga tsa gagwe, pele a ya go dira lokwalo lwa ntlha. O kaile fa ngwana a sa tshwanela go rutwa thuto ya go bala le go kwala a sa ntse a le mo dikoleng tsa bananayana, ka seo se ka mo kgoreletsa le go mo kgobokanyetsa tse dintsi mo tlhaloganyong, mme a felele a sa tshegetse sepe mo kgolong ya gagwe ka nako e a yang go simolola lokwalo lwa ntlha. Mme Muzondiwa o ne a tlhalosetsa batsadi fa thuto ya ngwana mo dikolong tsa bananyana, e tsamaelana le dikgato tsa ka fa a golang ka teng a sa ntse a le mo pre-school. A re mo nakong eo, ngwana tlhaloganyo ga gagwe e a bo e tshwara ka pele, mme barutabana bone ba tshwanetse go dirisa ditshwantsho le metshameko go ruta bana. Fa amogela baeng, moeteledipele wa sekole seo, Rre Anthony Moseki o ne a supa fa a rulagantse bokopano joo morago ga gore go lemosege fa batsadi bangwe ba sa tlhaloganye gore bana ba tshwanetse go rutwa eng fa ba le kwa dikolong tsa bananyana. A re maitlamo a bone mo sekoleng seo, ke go suga le go pepetletsa bananyana, a kaya fa e le tiro e bokete, ka ba amogela bana go simolola ka ngwaga tse pedi go ya kwa go tse tlhano, mme e le bone ba ba tlhagolelang tsela go ya kwa dikolong tse dipotlana. Rre Moseki o boletse fa sekole seo e le sa maemo a ntlha, mme se amogetse bananayana ba le masome a mane le boferabobedi. O kaile fa ba neelwa dithuto tsa boleng tse di lebaneng e bile di ba tshwanetse. A re sekolo seo, sena le ditlamelo le didirisiwa tsa metshamemeko tsotlhe tse di tlhokafalang le gore o thapile barutabana ba ba rutetsweng tiro. O ne a boletse fa mo nakong ya gompieno ngwaga ono, ba setse ba alositse bananayana ba le lesome le boferabobedi mo sekoleng seo, ba ba lekaneng go ya go dira ithuthuntsho (reception class) go ya go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga oo tlang. Rre Moseki o ne a gakolola batsadi go rotloetsa bana go bua puo ya sekgoa bogolo thata, go na le ya Setswana gore go nne motlhofo mo dithutong tsa bone kwa dikoleng tse di potlana ka gantsi go rutwa ka puo ya sekgoa. Rre Moseki o ne a tswala bokopano joo ka go kopa batsadi go pakela bana dijo tse di siametseng mebele ya bone, mme ba fokotse go ba jesa dijo tse di nang le sukiri, letswai le le ntsi le mahura, ka seo se ka thusa thata mo go goleng ba itekanetse, ba na le botsogo jo bo siameng. Batsadi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisano tse, ba ne ba leboga ba bo ba kopa boeteledipele jwa sekole seo go tswelela ba dira jalo le mo nakong e e tlang, ka batsadi ba ka kgona go bulega ditlhaloganyo le go nna le kitso e e tseneletseng mabapi le dithuto tsa bana. BOKHUTLO education 4 Thotloetso ya bomme e santse e reketla Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu a re lefatshe leno le fa le gatetse pele mo dikarolong di le mmalwa mo tekatekanong ya bong, go tlhoka gore go dirwe go le gontsi go itebaganya le go tsaya karolo le boemedi jwa bomme mo maemong a boeteledipele. A re bomme ba ka supa bokgoni jwa bone fela fa ba filwe sebaka sa go bona thuto le go tsaya karolo ka botlalo mo ditshwetsong tsotlhe tse di dirwang mo setshabeng. Ka jalo Rre Batshu a re maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2016 a ka se kgone go fitlhelelwa fa bomme ba e leng sephatlo mo lekgolong (50 per cent) mo lefatsheng leno ba na le dikgoreletsi tse di ba itsang go tsenya letsogo mo ditlhabololong ka botlalo. A re tekatekano fa gare ga bomme le borre, basimane le basetsana, e ka fitlhelelwa fela fa tshaba e ka fetola ka fa e dirang dilo kateng ka jalo ga nna le kutlwelobotlhoko le neelano. Rre Batshu a re go tlhoka tshwaragano le go itlama go fetola seemo gore e nne se se rotloetsang bomme go tsaya seabe se se maleba mo ditlhabololong, mo matshelong ka kakaretso, mo sepolotiking le mo go tsotlhe tse di tokafatsang itsholelo mo magaeng ka se se katokafatsa seemo sa bone go fitlhelela tekatekano ya bong. O boletse fa go le botlhokwa gore go ithutwe go bo go rotloediwe ba bangwe go tlotla se bomme ba leng sone le gone go nna le seabe se se nonofileng go fedisa kgethololo mo go bomme mo makalaneng otlhe go akaretswa ko ditirong, mo ditumelong le ko malwapeng. A re seabe sa bomme mo ditlhabololong ga se a tswanela go tsewa se le lolea fela ka jalo bomme ba tshwanelwa ke go akola ditswanelo tsa bone tsa setho le kgololesego jaaka batho botlhe e kabo e le ko malwapeng kana mo setshabeng. Rre Batshu a re letsatsi la mafatshefatshe la bomme ke le ka lone go tshwanetseng go lemogwe diphitlhelelo tse ba di kgonneng go sa kgathelesege gore ke ba letso lefe, merafe efe, seemo sa bone sa itsholelo kana sa sepolotiki. A re ke sebaka sa gore go lebiwe dikgwetlho tse bomme ba kopaneng le tsone le tse ba di kgonneng. A re mebuso ya lefatshe ka bophara le lefatshe la Botswana le le moteng e itlamile go rotloetsa tekatekano ya bong mo mananeong otlhe a ditlhabololo le maiteko a go tsibogela letlhoko la bomme le borre. Rre Batshu a re go tlhomiwa ga lephata la merero ya bong mo lephateng la pereko le selegae ke maiteko a ka one goromente a ikaeletseng go tlhomamisa gore letlhoko la bomme le borre le a itsiwe le bo le arabiwa. A re puso e kgona go lemoga diphitlhelelo tsa bomme mo ditlhabololong ka jalo maikaelelo a phitlhelelo ya tekatekano ya bong a tla a fitlhelelwa. O tsweletse a re seemo sa thuto ya bomme se tokafetse fela thata. A re dipalo tsa bana ba basetsana mo dikolong tse dipotlana di oketsegile go menagane ka jalo se se bakile phokotsego ya pharologanyo ya dipalo tsa bana ba basimane le basetsana mo dikolong. Rre Batshu o boletsefa sebaka sa botshelo mo go bomme se oketsegile ebile bontsijwa bone ba le mo meberekong mme seo se fokoditse pharologanyo ya dipalo tsa bomme le borre mo meberekong. A re puso e itemogetse kgatelopele mo ditirelong tsa botsogo le mo botsogong ka kakaretso ebile bomme ba solofelwa go ka nna le botshelo jo boleele fa ba bapisiwa le balekane ba bone ba borre. Rre Batshu a re go ya ka palo ya batho ya lefatshe leno e e sa tswang go feta, sebaka se bomme ba ka se tshelang se oketsegile go tswa mo dingwageng tse 57.4 ka 2001 go ya ko go tse 70 ka ngwaga wa 2011. Dintsho tse di ba kwang ke boimana le pelegi tsone di fokotsegile ka selekanyo sa 6.3% mme se se supa gore mananeo fa a itebagantse sentle le dikgwetlho tsa botsogo, dintsho tse di bakwang ke mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS di ka fokotsega. A re lefatshe leno le tlhokana le go baakanya melao e e itebagantseng le tse di amang molao wa elwapa,tshireletso kgatlhanong le kgokgontsho, tshwanelo ya go nna le lefatshe, mebereko le ditshwanelo tsa sepolotiki. Rre Batshu a re go tlhokana gape le go fetola tsamaiso ya go etelelwapele ke borre le ngwao e e gatelelang le go tlhomamisa sebaka le ditshwanelo tse di lekanang mo go bomme le borre. Bokhutlo politics 7 Ba ba kgothositseng Engen ba atlhotswe Basekisiwa ba ba lebisitsweng molato wa go thukutha marekisetso a Engen Filling Station P2 743, Mothusi Popego (33) wa kgotla ya Masuaditshwene le Mothibedi Motoloki (36) wa kgotla ya Matlhalerwa kwaMolepolole ba atlhotswe dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Popego le Motoloki ba na le ba bangwe ba le bararo, ba na le molato o mongwe o ba o lebisitsweng wa go kgothosa marekisetso a dino a Deep Horizon Club kwa Mmakgodi, madi a kana ka P20 000, seletso sa madi a P3 000 le diunits tsa tlhwatlhwa ya P3 000 ka kgwedi ya Lwetse ka 2012. Ba bosekisi ba tlhalositse fa e ne yare ka kgwedi ya Phalane a le malatsi a le mararo, basekisiwa le ba bangwe ba le babedi ba ba iseng ba tshwarwe, ba thukutha marekisetso a Engen Filling Station mo kgotleng ya Magokotswane mo Molepolole P866, dipakete tse di masome a mane tsa metsoko ee farologanyeng tsa tlhwatlhwa ya P1 102 le mogala wa letheka wa modiro wa Samsung Duo wa madi a P775. Mo tshekong basekisiwa boo babedi ba ne ba bolela fa ba ne ba seo kwa lefelong la tiragalo mme ditsala tsa bone tsa maina a Dikabelo le Mike ba ba santseng ba batliwa ke ba sepodise eleng bone badira molato. Fa a ipobola, Popego o ne a kopa lekgotla gore le mo sekasekele katlholo a re o kubugetswe ke bolwetse a le kwa kgolegelong ebile kalafi e a e fiwang ga a tsee jaaka a tshwanetse ka ntlha ya tsamaiso ya kgolegelo. “Ke kgona go fetsa dibeke tse pedi ke nna fela kwa kokelong ya kgolegelo mme ke sa bone thuso. Ke kopa gore lekgotla le ntshekatshekele ka gore botsogo jwame bo mo diphatseng,” Popego a kopa lekgotla. O kopile gape gore, fa lekgotla le ntsha katlholo le simolole go bala ka dikgwedi tse di boferabobedi tse a di tshwerweng.Motoloki le ene o ne a kopa lekgotla go bala go simolola ka nako e tshwerweng ka yone. “Ke kopa lekgotla le seka la mpolaisa katlholo. Ga ke gane kena le melato eke setseng kee atlholetswe mme fa mapodise ba ne ba dira jaaka re ba kopile, ba senka Dikabelo le Mike go rurifatsa kgang, re ka bo re seo fa,” Motoloki a bolela. Basekisiwa boo ba babedi go tlhalositswe fa ba na le melato e ba kileng ba e lebisiwa ya go thukutha ka dikgoka. Popego o kile a lebisiwa molato oo o le mongwe ke kgotla tshekelo ya Extension 2 mme a atlholwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong, fa Motoloki ene a kile a lebisiwa melato ya go thukutha ka dikgoka ele mebedi e yotlhe a atlhotsweng dingwaga dile lesome ka tatelano. Fa a ntsha katlholo, Rre Sibanda o ne a tlhalosa fa mabaka a ntshitsweng ke basekisiwa a le lolea ebile a ka se ba thuse ka gope. A re Popego le Motoloki go lebega ba sa ithuta sepe mo melatong e ba setseng ba e atlholetswe. “Molato wa go kgothosa ke molato oo masisi bogolo jang fa lene le ipapanne ka dibetsa. Ka fa le dirileng ka teng go ne go tshosa ka le ne le tshotse matlapa a matona a le neng lea dirisa go thuba ka one le go tshosetsa babereki. Le tlaya kgolegelong lebaka la dingwaga di le lesome mme katlholo ya lona etla simolola ka nako e le tshwerweng ka yone,” mmakaseterata Sibanda a fetsa. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Sehithwa e tlaa nna le lesaka la matimela mo bogautshwaneng Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Maun Mme Pedzani Mahama a re ba mo lenaneong la go dira lesaka la matimela kwa Sehithwa mo bogautshwaneng. Mme Mahama o tlhalositse jaana fa a bega ka matimela mo thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi go lwantsha bogodu jwa leruo kwa Sehithwa ka Laboraro. O supile fa khansele-potlana ya Maun e baakantse madi le didirisiwa tsa go aga lesaka leo, mme ba santse ba letile go abelwa lefelo ke ba lekgotla la kabo ditsha. Mme Mahama o supile fa lesaka leo le tlaa oketsa palo ya masaka a matimela a a mo kgaolong ya Bokone Bophirima go nna boraro,. A re go ntse go na le masaka kwa metseng ya Tsau le Makalamabedi. O ne a supa fa khansele e tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa matimela a a sa boneng beng. A re khansele eo e phutha matimela go ka nna ga raro mo ngwageng ka go tsamaya phatlalatsa mo metseng mme leruo le lengwe le ka begwa ke banni. Ka jalo Mme Mahama o ne a gwetlha banni ba metse e e farologaneng go bega leruo le e seng la bone go na le go batla go le rua ka bogotswana. A re Kkhansele e a senyegelwa go tlhokomela matimela ka e reka dijo le melemo le go atswa badisa le badiri ba yone. “Lesaka la Makalamabedi mo bogompienong le na le dikgomo di le masome mararo le bobedi, ditonki tse di lesome le boraro le dipodi tse di masome matlhano le borataro, fa la Tsau le na le dikgomo tse di masome mane le bosupa le dipodi tse di ferang bongwe.” Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa khansele e kgona go rekisa leruo le le sa tsewang ke beng, a supa fa khansele ya Bokone Bophirima e rekisitse leruo bosheng mme ya bona P119 313. Mme Mahama a supa fa bontlha bongwe jwa madi ao jwa selekanyo sa P33 000 bo ne jwa dirisiwa go rekela leruo le le setseng mo masakeng a matimela dijo. O ne a tlhalosa fa nngwe ya dikgwetlho tsa matimela e le kgotlhang ya batho le diphologolo tsa naga, a supa fa ditlou di dira gore badisa ba tshabe ka dinako dingwe. Mme Mahama a re khansele e mo lenaneong la go dira maiteko a go phutha leruo la matimela ntlheng e go nang le dipolasi tsa Hainaveldt, a re go tlhoka gore go dirwe lesaka la matimela teng. Mongwe wa batsena dithuto-puisanyo tseo, Mme Kerekang Mmeleri wa Sehithwa o ne a leboga ba khansele go bo ba utlwile selelo sa banni ba Sehithwa ba ba neng ba kopa gore lesaka la matimela le tsisiwe gautshwane. crime_law_and_justice 1 Tona o gwetlha kereke go lwantsha lehuma Mme Angela Jagter o fentse mmabontle wa ditshupo tsa Kgalagadi Borwa. Nngwe ya dimpho tsa gagwe ke P2 000. O ne a longwa serota ke Mme Botshelo Sedimonyane ka P1 500 mme a boraro a ikgapelwa ke Mme Matshidiso Asele yo o atswitsweng ka P1 000. Ba ba gaisitsweng ba ne ba tlhatswiwa diatla ka P300. Mogolwane kwa lephateng la banana, Rre Keabetswe Motswasele o ne a tlhalosa fa makgarejwana a le lesome le bongwe go tswa mo metseng e supa mo kgaolong eo a ne a tsene dikgaisano tseo. O boletse fa dikgaisano tseo di tsamaile sentle ka di ne di tshologetswe ke palo ee kwa godimo ya batho. Rre Motswasele o boletse fa khamphane ya Mascom e ne ya barotloetsa ka go abela bommabontle dikipara le dihutshe le gone go ba thusa ka kapari ya ntlha go itshupa mo seraleng ka nako ya dikgaisano. O boletse fa Mme Jagter a tlaa tswelela e le sefatlhego sa mmabontle wa ditshupo go fitlhelela ngwaga oo tlang fa go tshwarwa dishupo gape. society 9 Ipabaleleng mo dikotsing Morafhe wa Mmashoro le tikologo o kgothaditswe go tsenya letsogo mo ntweng kgatlhanong le dikotsi tsa tsela ka puso e ka seka ya kgona go fenya ntwa e e le nosi. Mo segopotsong sa ipabalelo tseleng se se neng se tshwerwe kwa Mmashoro, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Mosarwa Leposo o ne a kgothatsa bapalami go tsaya boikarabelo ka go ikelatlhoko le go ipabalela mo dikoloing tse ba di palamang. A re ba dirise mabante a itshireletso pele ga mosepele o simolola, le go ntsha lefoko fa ba sa kgotsofalele mokgweetsi ba bona a kgweetsa a nole kana ka lobelo lo lo kwa godimo go akarediwa le fa a sa obamele melao ya tsela. Rre Leposo o ne a ikuela mo bareetsing ba gagwe gore segopotso se e nne thuto mo badirising botlhe ba tsela go lebilwe ditiragalo tse di fetileng go bopa bokamoso jo bo babalesegileng. A re lefatshe la Botswana ga le a salela morago ka maikaelelo a lenaneo la mafatshe-fatshe a selekane a dingwaga tse di lesome la go fokotsa dintsho tsa dikotsi tsa tsela ka selekanyo sa sephatlo le le simolotseng ka ngwaga wa 2010 le wela ka 2020. Rre Leposo a re maiteko a puso a go leka go hema dikotsi a a karetsa go tsweledisa dithuto tsa go tsibosa setshaba ka ipabalelo tseleng. O ne a tlhalosa fa mo tshimologong ya ngwaga ono go ile ga gagamatswa molao wa go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi, tiriso ya megala ya letheka (cellphone), tiriso ya mabante a itshireletso le go fokotsa palo ya bana ba sekolo ba ba pegwang ba le bantsi mo dibeseng. Fa a a fa dipalo-palo tsa dikotsi le dintsho tse di diragetseng go simolola kgwedi ya Hirikgong Mogolwane wa mapodisi a tsela mo kgaolong ya bobedi Rre Otsile Baodirile a re ba gatisitse dikotsi di le 746 mme ga tlhokafala batho ba le 43 fa go tshwantshiwa le ba le 44 ngwaga o o fetileng o sena go ya motsubong. Mo dipalong tsa ngwaga ono , Rre Baodirile a re batho ba le bararo ba tlhokafetseng mo dikotsing tse di bakilweng ke leruo mo tseleng mme a rotloetsa bareetsi go tlhokomela leruo la bone, a bo a supa fa katlholo ya leruo le le bakileng kotsi e le P2000 go ya kwa godimo. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Police college e a aba Botswana Police College e na le seabe se segolo mo go tlhabololeng matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Fa a bua mo moletlong wa go abela bana ba dikole tse pedi tse dipotlana tsa motse wa Otse ba le masome a robabobedi paka ya sekole ya mariga, Kgosi Mothusi Tsetse wa motse wa Otse, o tlhalositse fa go nna gaufi le Police College e le tshegofatso mo motseng wa bone ka jaana ba ba thusa le ka gone go dikologa mo maemelong a dikoloi, ka magodu a ba apesitse kobo ka letshoba ka go ba amoga di tsa bone. O tlhalositse fa mapodisi ba sa itebaganya le borukutlhi fela mme ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho jalo a ba kopa go atolosetsa letsogo la bone kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. Fa a rola dimpho tseo, mogolwane wa mapodisi kwa Police College, Senior Assistant Commissioner of Police, Goboletswe Dimeku o tlhalositse fa go ba itumedisa go abela setshaba, a tlhalosa fa Batswana e le tshaba ya bakeresete ka jalo ba tshwanetse go rata bangwe ka bone jaaka ba ithata. O boletse fa Batswana ba tswa kgakala ba thusana ka go abelana mafisa le ka letsema e le sesupo sa lorato le go eleletsa ba bangwe dilo tse di siameng. O tlhalositse fa bogologolo mapodisi ba ne ba dirisiwa go tshosa batho mme mo nakong eno ba dirisana le batho ka ntlha ya gore borukutlhi bo diragala batho ba bo bona ka jalo go nna motlhofo fa e le bone ba bo begang nako e sale teng. SACP Dimeku o boletse fa ba ne ba kgobokanyetsa dimpho tse madi ka go dira maitiso le go ntsha mo dipateng tsa bone, morago ga gore ba ikopanye le ba ofisi ya Boipelego go thusana ka megopolo. Mothusa modulasetilo wa PTA, Rre Reuben Makaka, o lebogetse dimpho tseo fela thata, mme a kopa batsadi go tlhokomela paka eo le go netefatsa gore bana ba apara sentle fa ba ya sekoleng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molaodi o akgola tirisano mmogo Molaodi wa Bobirwa, Rre Mooketsi Lesetedi, a re o itumelela tirisano mmogo ya banni ba Molalatau mo go ipaakanyetseng meletlo ya boipuso. Rre Lesetedi o buile se kwa kgotleng ya Molalatau bosheng kwa mogwantong wa go ipaakanyetsa boipuso. Mogwanto o, o ne o rulagantswe ke komiti ya BOT50 ya Molalatau go kokoanya madi a letsatsi la boipuso. Komiti e, e kgonne go kokoanya dikete tse tharo, makgolo a supa le masome a marataro a dipulamo letsatsing leo go oketsa a a setseng a le mo letloleng a dikete tse di lesome le boraro. Rre Lesetedi a re o itumedisiwa gape ke gore banni ba tshwara merapelo kwa kgotleng Labone mongwe le mongwe ka nako ya bosupa mo mosong, mme a re ba tswelele fela jalo ka ebile kgwedi ya Lwetse e le ya merapelo. Mme Mpule Malema-Ditirwa go tswa ko lekaleng la Motor Vehicle and Accident Fund (MVA) le ene a supile fa a lebogela tshwaragano le maitseo a mantle a banni ba motse wa Molalatau mo go ipaakanyetseng letsatsi le. MVA e ne ya abela komiti eo dikete tse pedi le makgolo a matlhano. Banni e ba supile fa ba tlaa tswelela ka tshwaragano go ya go ileng. society 9 Senyetse di apesitse Serowe kobo ka letshoba Selo se pula Motswana o ne a bone a re ke madira dintle le tse di maswe. Se se boammaruri ka e rile go itumela ga balemi-barui kwa Serowe le dikgaolo tse di mabapi morago ga go amogela dipula tse di neleng ka mashetla bosheng, ditshidi le dimela le tsone tsa phophoma mme tsone di tlhokile fela melomo go dueduetsa. Tsholofelo ke gore bana ba tlaa selasela morogo wa thepe le rothwe kwa matlotleng a masaka le dikgomo di tlaa sisa mashi e nne ntletsentletse, bogobe go jewe jwa legala jo bo sa tlhokeng seshabo. Balemi ba simolola go baakanya megoma, dikei le dikeetane, fa ba ditshukudu tsa temo ba di nonotsha gore letsema le bolole. Ga go felele foo, go tshelegela ga pula go ne ga tla le ditshidinyana jaaka dinyetse tse modumo wa tsone o thibang ditsebe Dinyetse tse ga di tshwane le tse di itsegeng. Senyetse gantsi se itsege ka go tserema fa go letsatsi le lela thata mme di lela motshegare eseng le bosigo. Gantsi e a re fa dipula di nele ka bontsi jo di neleng ka selekanyo se di neleng ka sone bosheng, go utlwale modumo wa matlametlo le digogwane, mme gompieno mo Serowe go tlhabeleditse dinyetse. Modumo wa tsone o utlwala gongwe le gongwe, di lela bosigo le motshegare le mororo Ramasedi a ne a gopotse tshaba, tsholofelo e le gore go tlaa nna tsiditsana. Dikhukwane tse di tletse mo ditseleng, di tsena mo matlong, o a ne o fitlhela di sule ka mogoro mme modumo wa tsone ga o fokotsege. Fa bangwe di ba sera jaana, bangwe bone ba re ke dijo e bile ba tlhalosa fa di sa tshwane mme tsotlhe di jewa. Mme Chendzimu Mbaeva wa Maitengwe yo o berekelang kwa Serowe mo lephateng la dikitsiso, o boletse fa a jele senyetse bonaneng jwa gagwe mme monate wa sone o boa ka kwano fa se tshwantshanngwa le phane. Letlhogoputswa, Rre Jakson Rajase e ne a re ga go a tlwaelesega. A re bogologolo fa go diragala sengwe se se sa tlwaelesegang, go a bo go kaya sengwe se se tlaa diragalang se siame kgotsa se le maswe. Rre Patrick Motalaote ene o boletse fa dinyetse di supa fa go tlaa nna letsatsi thata, mme di bokolediwa ke mogote o o tlaa nnang. Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Clifas Kemiso a re senyetse ga se tshwenye kwa masimo jaaka setotojane se ebileng se tshwenya mabele thata. BOKHUTLHO society 9 Gulubane e ne e le moeteledipele wa motia Kgosi Ezekiel Gulubane wa Gulubane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o bolokilwe ka Matlhatso. Dibui ka go farologana di kaile fa Kgosi Gulubane e ne e le moeteledipele wa motia, a le boikobo, a boifa Modimo, e bile a rotloetsa setho se se eletsegang ka dinako tsotlhe. Ba re o ne a dira tiro ya gagwe ka botswerere e bile a kgaratlhela go bona motse wa gagwe o phaphasela ka ditlhabololo. Kgaitsadie, Mme Beauty Tabona, o ne a supa fa lelwapa le setshaba sa motse oo ba latlhegetswe ke pilara. Mme Tabona a re phularong ya ga rraabone ka 2006, Kgosi Gulubane o ne a tsaya boikarabelo jwa go ba tataisa le mmaabone. O tsweletse a supa fa lerato le a nang le lone mo motseng wa gagwe le ne la mo tlama go tlogela tiro go tlhatlhama rraagwe mo setilong sa bogosi. Ntsalae moswi, yo gape eleng mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Gulubane, Mme Thandiwe Dlodlo, o ne a supa fa Kgosi Gulubane a ne a eteleditse therisanyo pele, e bile a seke a ipona tsapa go akgola fa go tsamaya sentle le go amogela dikgakololo. Mme Dlodlo a re se se ne se dira gore go nne bonolo gore komiti ya bone e goge e le seopo sengwe le ene. Fa a bua mo boemong jwa kgosana ya kgotlana ya Nkau, Rre Balisi Magole o ne a bolela fa bomolemo le go bereka ka bokgabane ga ga Kgosi Gulubane go ba thusitse mo go lereng ditlhabololo kwa motseng oo. Kgosi Maruje III wa Masunga, yo gape a nyetseng kgaitsadie Kgosi Gulubane, o ne a kaya fa moswi e le mongwe wa batho ba ba mo tataisitseng mo botshelong. A re ba ne ba nna ba amogana dikgakololo ka dinako tsotlhe le pele ba tsena mo bogosing. Kgosi Maruje III o ne a kopa boora Gulubane go sala morago ditsamaiso tsotlhe tse di tshwanetseng tsa kamogano bogosi. A re ba tshwanetse go itse fa setshaba se tlaa bo se ba tlhomile leitlho. Mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape, o ne a bala molaetsa go tswa kwa mookameding wa makgotla a Setswana, o o neng wa supa fa phularo ya ga Kgosi Gulubane e se tatlhegelo ya ba lelwapa fela, mme lephata le lone le latlhegetswe. Kgosi Gulubane, yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 1961, o tlhokafaletse kwa kokelong ee ikemetseng ya Riverside kwa Francistown kgwedi eno e le malatsi mararo morago ga go lwala ka sebaka se se khutshwane. O ne a tlhongwa kgosi ya Gulubane ka ngwaga wa 2007, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Kgosi Morris Gulubane ka 2006. O tlogela bana ba le babedi, mosimane le mosetsana, mmaagwe le bokgaitsadie ba le bane. society 9 Maele o lekola kgaolo Mopalamente wa Lerala/Ramokgonami , Rre Prince Maele, a re lenaneo le le tlaa simololwang la go rudisa itsholelo la ESP le tlaa dira ditiro dingwe mo kgaolong ya gagwe. O tlhalositse fa go tlaa nopolwa ditiro dingwe mo kgaolong nngwe le nngwe. Rre Maele o ne a bua jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Lerala le Majwaneng mo kgaolong ya Lerala/Ramokgonami bosheng. A re puso e ne ya lemoga fa madi a a tserweng go dirisiwa mo lenaneong la go rudisa itsholelo a ka seke a lekane go dira ditiro tsotlhe tse di akantsweng go dirwa. O ne a itsise banni gore ditiro tse di tlaa dirwang mo lenaneong la go rudisa itsholelo di akaretsa ditiro tse di ntseng di le mo lenaneong mme di ne tsa seka tsa dirwa ntateng ya letlhoko la madi. A re lenaneo leo le tlaa itebaganya le ditlhabololo jaaka dikago, bojanala le go tsenya ditlamelo mo ditsheng. Rre Maele, yo gape e leng tona wa ditsha le matlo, o tlhalositse fa ditiro tse di tlaa dirwang maikalelo e le gore di dirwe ke dikhamphani tsa Batswana mme di tlhamele Batswana ditiro. A re puso e ne ya tsaya tshwetso ya go dira lenaneo la go tsenya botshelo mo itsholelong ka go lemoga fa itsholelo e gomagometsa go wela tlase mo mafatsheng ka bophara go akarediwa le mafatshe a itsholelo ya lefatshe leno le ikaegileng ka one. O ne a bolela fa itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka go rekiwa ga teemane ka jalo mafatshe a a ntseng a reka teemane eo a e reka ka selekanyo se se kwa tlase. Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a gakolola banni go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa lefatshe leno jwa dingwaga tse di masome a matlhano. A re boipuso jwa lefatshe leno bo tlaa ketekwa mo go faphegileng ka jalo banni ba tshwanelwa ke go ipaakanya. O ne a ba rotloetsa go dira dikomiti tsa boipuso mo metseng ya bone gore ba kgone go ipaakanyetsa letsatsi leo. E ne e rile go le pele Kgosi Sello Moroka wa Lerala a lebogela puso ya lefatshe leno gobo e ne ya bona go tshwanela gore e re mo letlhokong le legolo la madi e bo e sa phutha matsogo fela mme ya dira lenaneo la ESP gore Batswana ba kgone go oba letsogo. Ka jalo kgosi Moroka o ne a rotloetsa dikompone tsa Batswana go ipaakanyetsa lenaneo nako e santse e le teng gore ba kgone go le akola. Mo go tse dingwe Kgosi Moroka o ne a kopa puso go sekaseka gore go ka dirwa jang gore dikago tsa puso di seka tsa kgaolelwa metsi fa go diragala gore di nne le sekoloto sa metsi ka go a bo go itsiwe gore sekoloto seo se tsile go duelwa. A re kgang ya go kgaola metsi mo dikagong tsa puso e felela e ama setshaba ka le sone se dirisa dikago tseo mme ditirelo di bo di amega. Fa a tsibogela dikakgelo tsa ga Kgosi Moroka, Rre Mogotsi Selebatso go tswa kwa komponeng ya metsi (Water Utilities Corporation) o ne a bolela fa go kgaotswe metsi mo dikgotleng ka bontsi mo metseng e a e okametseng mme go bakiwa ke go sa tsibogeleng go duelwa ga metsi ke bodiredi jwa kgotla. A re tshwetso e a e tsereng ya go kgaola metsi mo dikgotleng ke e e maleba ka e se puso e sa tsibogeng mme e le bodiredi bo sa dire tiro ya jone. society 9 Setsuatsue se bakile tshenyo kwa Thamaga Malwapa a ka nna some kwa motseng waThamaga a setse mo legoeleleng morago ga gore setsua-tsue sakgwanayape se ralalale motse oo ka Mosupologo mo maitseboeng. Loeto lwa ba BOPA kwa motseng wa Thamaga le itemogetse matlhotlhapeloa go rutlologa ga matlo, go senyega ga dithoto tsa mo matlong le dijotse go kaiwang di ne di inolwa mo bophadiphading jwa metsi a aneng aikadile mo matlong le go lalaana ga ditlhare fa fatshe. Mme Boitumelo Khumiso wa kgotla ya Modimela yo e leng mongwe wa babaamegileng thata one a rothisa keledi fa ane a lekodisa mmega dikgang wa BOPA ka seru se se wetseng lelwapa la gagwe, se a kaanag se motlogetse mo lehumeng ka go se sepe se aka se dirang go busetsa seemomannong. A re setsuatsue seo se seneng se tlhakanye le pula e mashetla sebakile tshenyo e boitshegang ka ponyo ya leitlho jaaka fa sene sekumola marulelo a ntlo ya gagwe ya dikamore di ferabobedi e mo tlogelamo gare ga metsi ale mo lebaleng le bana ba gagwe ba bane ba dingwagatse di kwa tlase go balelwa le lesea la dikgwedi di le lesome leboferabobedi. Mme yoo o tlhalosa fa asantse ale mo maibing ka seru se setlhagetseng lelwapa la gagwe mme ebile a ise a nne mo seemong sa go kaitse ditshenyegelo tse di bakilweng ke tiragalo eo. Mme Khumiso wa dingwaga tse masome mane le motso a re one a satswa gowetsa kago ya ntlo eo mme jaanong tlhale di mofeletse morutseng kajaanong a ka setlhole a nna le dithata tsa go e baakanya ka jaanong a dira ele mophepafatsi wa nakwana. O supa fa a aperwe ke mowa wa boitlhobogo morago ga go latolelwa ke bakomiti ya dibetso tsa tlholego fa go se sepe se ba ka mothusang kasone ntle le dijo tsa nakwana le mororo asa tlhole a na le bonno joaka tlholang a tshabela mo go bone jaaka paka ya dipula e santse etsweletse. Lengwe la malwapa a amegileng ke laga mme Mmaonyana Malejane koogoneng gole mme wa motswakwa yo a duleng ka tshoba la mogodu le leseala gagwe fa ntlo e aneng a ale mo go yone e rutlotloga le go bakatshenyo e feteletseng. Lebenkele la Sefalana ke lengwe la dikago tse di rutlomologileng lentswa go ne go ise go kaege bokete jwa tshenyo e nnileng teng. Mopalamenete wa Kgaolo rre Tshenolo Mabeo ebile ele mothusa tona waDipalamo le Ditlhaetsanyo, oo letse a nnile le sebaka sa go lekolamangwe a malwapa a amegileng, mo maitsebong mme a supa fa a tlhabilemokgosi kwa go ba komiti ya Dibetso tsa Tlholego go thusa go tlamelamalwapa a amegileng . Mogolwane wa mapodisi a Thamaga Superintendent Moses Makgoweng are gagona dipego dipe tsa dikgobalo tse ba di amogetseng ntle le tshenyo ebakilweng ke tiragalo eo. Dikgotla tse di amilweng ke setsua-tsue seo sa kgwanyape ke Modimele,Matsila, Motlhabane, Matlhabane, Kgopa le Kgosing. Modulasetili wa komiti ya dibetso tsa tlholego mo kgaolong potlana ya Mogoditshane/Thamaga Rre Mothibi Monyakeng o ne a se mo seemong sa go ka tshwaela ka a ne a supa fa ba santse ba tabogile le dithulaganyo. BOKUTLO society 9 Maduo a sekole sa Omaweneno ga a jese diwelang "E re le ntswa puso e batla gore ere ka ngwaga wa 2016 tshaba ya lefatshe leno e bo e rutegile e bile ena le dikitso, maduo a sekole se sebotlana sa Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi go lebega a ganetsa tebelopele eo. Fa a tlhalosa mo bokopanong jwa batsadi le barutabana bosheng, mogokgo wa sekole, MKme Patricia Montsho o kaile fa maduo a sekole mo ngwageng tse tlhano tse di fetileng a sa jesa di welang. Mme Montsho o supile fa mo ngwageng tse tlhano tse di neng di latelelana ba ise ba gatise maduo ape aa fetang masome a matlhano mo lekgolong, aba a supa fa ba ne ba gatisa maduo a lesome le bone mo lekgolong ka ngwaga wa 2010. A re ka ngwaga wa 2008,2009,2011 le 2012 bane ba gatisa lesome le boraro, masome a mane le botlhano, masome a mararo le boferabongwe le masome a mane le botlhano mo lekgolong ka tatelano. Mogokgo a re se se bakilwe ke tlhaelo ya bodiredi le go kgotlhagana ga lenaneo lele tsamaisang thuto (syllabus). A re mo dikoleng tse dingwe o fitlhela gona le barutabana ba feta bongwe ba tshwaraganetse mophato mme mo sekoleng sa gagwe mophato o na le morutabana a le mongwe mme se se ketefatsa tiro. Mme Montsho one a gatelela gore maduo aa ko tlase gase a bana ba mophato wa bosupa fela. ""Sekole sotlhe ka kakaretso ga se dire sentle. Bana ba mophato wa bone, batlhano le borataro le bone maduo a bone a ko tlase fela thata,"" a tlhalosa. O ne a boa a tlhalosa fa mo pakeng ya bobedi monongwaga bana ba mophato wa botlhano ba gatisitse maduo a bosupa mo lekgolong, a re se ke seemo sese tshwanatseng go emelwa ka dinao. Mogokgo o ne a tswelela a tlhalosa fa bana basa dire bokoa mo dithutong fela, are le mo go tsa metshameko bana ga ba dire sentle, ka e rile mo go monongwaga ga nna le ngwana a le mongwe fela yoo neng a akarediwa mo setlhopheng sa Kgalagadi Borwa sese neng sa ya makgaolakgannye. Legale Mme Montsho one a solofetsa gore ba ikaelela go fetola maduo a ngwaga ono, a re ba dirile lenaneo la gore bana ba tle sekoleng ka mafelo a beke go tla go kgarametsa tiro e e saletseng morago. A ba a kopa batsadi go rotloetsa bana go tla sekoleng gonale go ya merakeng ka se seka se ba thuse ka sepe mo dithutong tsa bone. Fa a ntsha la gagwe motsadi e bile ele mookamedi wa kereke ya Unity Rre Watonda Kapeko o tlhalositse fa maduo aa kwa tlase a bakiwa ke gore batsadi gaba tseye thuto ya bana ka tlhoafalo. O tlhalositse fa batsadi bangwe ba tsaya nako e ntsi mo majalweng mme ba ikgatholose thuto ya bana. Rre Kapeko o tlhalositse fa bana ba tsaya malebela mo batsading ba bone, ka jalo ba ka tsoga ba fetogile se batsadi ba bone e leng sone ka jalo a ba kopa go ikgapha mo matlhong a bana. A re o gwetlha batsadi botlhe go emela thuto ya bana ka dinao ka ele yone tsela go ya botshelong jo bo botoka. Rre Kapeko a ba a rotloetsa batsadi go tshwaragana le barutabana, go bontsha bana gore barutabana le bone ke batsadi ba bone ka jalo ba tshwanetse go tlotlwa. Gape o rotloeditse batsadi go isa bana kwa dikerekeng gore ba rutwe boitshwaro jo bo lolameng. Bokhutlo" society 9 Bronkok Animal Feeds and Medication e dira sentle Kgwebo ya banana ya Bronkok Animal Feeds and Medication e e itebagantseng le dijo tsa leruo le melemo kwa Thamaga e tsweletse sentle. Kgwebo eo, e e amuleng madi a Youth Development Fund (YDF) e kopanetswe ke banana ba le batlhano ebong Oaitse Tshipe, Kaone Kowa, Ikanyeng Bogosibotsile, Outlwile Gare ga mmogo le Neelo Kowa botlhe ba le dingwaga di fa gare ga masome mabedi le bone go ya kwa go masome mararo le boraro. Fa ba bua mo potsolotsong le Ka madi ao, ba ne ba reka didirisiwa tsa kgwebo di tshwana le teraka, tse di rekisiwang, dikobotlo di le 21, ditafole le ditilo. Ba tlhalositse fa ba feletse ba tlhopha kgwebo ya dijo tsa leruo le melemo ya tsone ka ba ne ba lemogile gore botlhe ba na le kgatlhego e ntsi mo leruong. Gape ba re ba ne ba lemogile gore kgwebo ya mofuta oo, e bonwa thata kwa ditoropong mme ka jalo barui ba tlamege go latela ditalamelo kgakala. Ba supile fa ba rekisa dijo tsa leruo thata, segolo jang tsa dihutshane ga mmogo le dikoko. Melemo ba rekisa e e farologaneng jaaka e e tlwaelesegileng thata ya teremasine le sebabole le e mengwe, e bile ba rekisa le didirisiwa tsa leruo jaaka tse di fagolang, dikgamelo tsa metsi a dikoko le tse dingwe. Banana bao, ba tllhalosa gore kgwebo e tsweletse sentle ka ba bona dipoelo tse di nametsametsang, e bile ba kgona go duela madi a phiriso, go duela mmereki a le mongwe gammogo le go iteboga. Ba re ka molao wa tsa matlhoko a loruo o ba tlama go nna le mmereki yo o fang teseletso ya melemo, ba ne ba hira monana a le mongwe go dira tiro eo, ba supa fa se e le maitlamo a go sala molao motheo wa lephata la tlhokomelo leruo le matlhoko a lone. Le fa go ntse jalo, ba re ba kile ba thubelwa marekisetso go ka nna ga tlhano, mme seo se ba busetsa kwa morago ka ba tlamega go baakanya fa go thubilweng teng ga mmogo le go latlhegelwa ke tse di rekisiwang le madi a tse di a bong di utswilwe ka nako eo. Ba re kgwetlho e nngwe ke madi a phiriso a a kwa godimo gammogo le melao mengwe ya lephata la leruo e e ba bayang ka fa mosing mo dinakong dingwe. Ba tlhalositse fa maikaelelo e le go batla setsha se e leng sa bone sa kwebo go somarela madi a phiriso. economy_business_and_finance 3 Ba dirisa ditsa-tlholego go lepa loapi Mo malatsing a segompieno go dirisiwa maranyane a sesha go lepa lowapi mme go santse go na le Batswana bangwe ba ba santseng ba dirisa dimela dingwe tsa mo nageng tse ba dumelang fa di supa kgoro kana tlala kana ba lepa ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng. Mme Thandile Buru yo o dingwaga tse di masome a supa wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume a re ene o setse a lemogile fa nako le nako morago ga ditlhopho ngwaga o o latelang e be e le ngwaga wa leuba. Mme Buru a re seo ke se a setseng a na le kitso ya sone,a gatelela ka gore monongwaga go a itshupa fa go le leuba ka kwa masimong dijalo disule,pula ga e yo le yone phulo ya lerui ga e yo. A re gape le go ungwa ga setlhare sa mophane go ne go supa fa ngwaga eno e le wa leuba. O tlhalositse fa setlhare sa mophane ngwaga o fitlhelang seungwile mo bana bas one ba robang dikala seo se supa leuba le le botlhoko. A re balemi bangwe ba setse ba itlhobogile mo ba setseng ba boletse leruo la bone go hula mo masimong a bone. Bontsi jwa bagolo jo BOPA e neng ya ba botsolosa ba ne ba supa fa ba setse ba itemogetse gore nako le nako morago ga ditlhopho go nna leuba se se bo se supa gore leuba le tla morago ga dingwaga tse tlhano. society 9 Khansele e gapa leruo le le mo mebileng Khansele-potlana ya Bobirwa e simolotse go gapa leruo le le gobeyang kwa Bobonong go simolola kgwedi eno e tlhola gangwe. Se se builwe ke mogolwane wa ofisi ya tiragatso molao mo khanseleng-potlana ya Bobirwa, Rre Douglas Segaki mo potsolotsong bosheng. O boletse fa e se nnete gore dikoko le dintsa di seka tsa ruelwa mo malwapeng, mme a tlhalosa fa molao o, o tlhalosa fa dikoko le dintsa di tshwanetswe go agelwa fa di tlaa tlhatlhelwang teng gore di seka tsa tshwenya baagisanyi ka jalo di tshwanetse go nna fela mo lwapeng di sa tswele kwa ntle. Mogolwane yo, o tlhalositse fa molao o, o sale o dirilwe ka ngwaga wa 1970 mme o ntse o dirisiwa kwa Serowe fela, mme e rile ka ngwaga wa 2006 wa phatlaladiwa le dikgaolwana tsa kgaolo ya Legare mme wa tlhoka go tsenngwa mo tirisong ka mabaka a go tlhaela ga ditlamelo. Rre Segaki a re khansele-potlana ya Bobirwa e agile masaka aa tlaa tlhatlhelang leruo kwa morago ga sekole sa Mosetlha go bapa le lesaka la koporase. A re morui o tlaa duela lekgolo la dipula fa leruo la gagwe e le lantlha le gapiwa, makgolo a mabedi fa leruo le gapiwa lekgetho la bobedi. O boletse fa tlhogo ya kgomo, pitse le tonki e tlaa lopa lesome la dipula e le madi a ditshenyegelo tsa go tlhokomela leruo le ka letsatsi. Rre Segaki a re leruo le le botlana jaaka dipodi, dintsa, dikolobe, dinku le tse dingwe madi a ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya tsone e tlaa nna dipula tse tlhano tlhogo ya seruiwa ka letsatsi. A re ba tlaa ikgolaganya le ofisi ya matlhoko a leruo go ba thusa go latedisa beng ba leruo ba dirisa ditshipi tse di mo leruong ka ofisi e e na le maina otlhe a beng ba ditshipi. O gakolotse barui go tla go golola leruo la bone, mme ba tshwanetse go tla ka bosupi jo bo supang gore leruo ke la bone jaaka ditlankana tsa ditshipi le omang, fa ba ba romilweng ba tshwanetse go tla ka mekwalo e e supang fa ba romilwe e rurifaditswe kwa kgosing kgotsa kwa sepodising. ENDS society 9 Banana ba Hatsalatladi ba itshwara sentle Le fa banana ba tlwaelesegile ka maitsholo a e seng one mo metseng ka bontsi, sebe sa phiri e le tiriso ya bojalwa phetelela, go dirisa ditagi gammogo le borukutlhi, bangwe ba bone ba ka nowa moro. Kgosi Ponatshego Gabanamotse wa Hatsalatladi mo Kweneng o akgoletse banana ba motse oo go itshwara sentle ka ba sa amege mo ditirong tsa borukutlhi tse di tshabelelang banana. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Gabanamotse a re motse wa gagwe o santse o rena kagiso ka a dumela mo go kgwathiseng ba ba sa itshwareng sentle, segolo jang banana. A re o lemogile gore banana ba tshaba thupa thata gona le dikatlholo tse dingwe. Kgosi o boletse gore fa e sa le ngwaga o simologa go fitlha mo nakong eno, o kgwathisitse monana a le mongwefela. A re seo ke sesupo sa gore banana ba motse ba itshwere sentle ka le kwa maitisong go sena dintwa. Le fa go ntse jalo, a re mo dingwageng tse di fetileng, bogodu jwa leruo, segolo jang dipodi bo ne bo tshwenya, mme jwa fokodiwa ke go tswa letsholo ga mapodisi. A re batho ba ne ba utswa leruo mo Hatsalatladi mme ba le rekise kwa merakeng e e gaufi. O rotloeditse banni ba motse go tswelela ba itshwara sentle jaaka dinako tsotlhe gammogo le go tswelela ba lwantsha borukutlhi go tsisa kagiso le thokgamo. A re batsadi ga ba a tshwanela go felela bana pelo mme ba tshwanetse ba itse gore bana ba tlhokana le go kgalemelwa mme fa ba palelwa ba ka kopa thuso mo go ba ba maleba. Fa a akgela ka tse dingwe, Kgosi Gabanamotse a re o itumeletse mananeo a nyeletso lehuma a a filweng banni. A re banni ba le bantsi ba filwe lenaneo la thuo ya dipodi, ka jalo a re o solofetse gore mananeo ao a tlaa ba ntsha mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro. A re seabe se puso e nang le sone mo temong le sone se segolo thata, ka a re banni ba Hatsalatladi ba ne ba bona thobo e e nametsang mo masimo, ka balemi ba bone dipoelo tse di ba solegetseng molemo. BOKHUTLO society 9 Banana ba Xhosa ba iteelwa legofi Banana ba kgotla ya Xhosa e e tumileng ka botlhokatsebe le maitsholo a a duleng mo tseeleng kwa Mahalapye ba iteetswe legofi go bo ba supile mowa wa boipelego go tokafatsa matshelo a bone. Mogolwane wa lephata la banana kwa Mahalapye, Mme Resego Keikantseng yo o neng a buisa bokopano jwa banana ba mokgatlho wa Heaven Saints Association, jo bo neng o tshwaretswe kwa sekoleng se se botlana sa Xhosa go abela banana ba ba neng ba tseneletse dithuto tsa go tsamaisa kgwebo tsa Local Enterprise Authority (LEA) ditlankana bosheng, a re go a itumedisa go bona banana ba tsaya boikarabelo jwa matshelo le isago ya bone. A re go bo banana ba ne ba ikokoanya ntle le go emela go laelwa ke bogogi ke selo se se ntle e bile se tlhoka go opelwa legofi ka go sa tlwaelesega mo bananeng ba gompieno ba ba nnang ba lebeletse se lefatshe le ka ba se direlang go na le go botsa se ba ka se direlang lefatshe. O kaile fa lephata la banana le leka ka gotlhe go tokafatsa matshelo a bone ka go ba fa menyetla, dikitso le bopelokgale jo bo tlhokegang go kgona ditoro tsa bone. Mme Keikantseng o tlhalositse fa e le boikarabelo jwa bone go tshwaragana le maphata a mangwe go nolofaletsa banana go fitlhelela dilo go tokafatsa matshelo a bone. O iteetse mokgatlho wa Heavenly Saints legofi a re ke sekao sa popota sa tshwaragano ya ba-na-le seabe. A re le fa go ka se nne go na le madi nako yotlhe, go tsenya letsogo mo go diragatseng maitlamo a banana ke selo se se ka se keng se tlodisiwe matlho. O galaleditse batlhami ba mokgatlho a re go a itumedisa gore ba bo ba ne ba bona go tshwanela gore ba tswele kwa ntle ba ye go atlarela menyetla ka go ikopanya le ba ofisi ya LEA go ba kopa go ba rulaganyetsa thutuntsho. A re ga ba a phutha matsogo le go letela go bona gore puso e ka ba direla eng, mme ba tsere kgato e e molemo ba nna bagaka le go tsaya boikarabelo go kgona maikemisetso a bone. Mme Keikantseng a re ke boikarabelo jwa lephata la banana go alosa tshaba ya banana e e nang le bokgoni jwa go tsaya karolo mo go tlhabololeng lefatshe e bile ba ipapanne ka dikitso. A re ba itlamile go alosa monana wa tlhwatlhwa e bile a kgona go ikemela. A re se se supilwe ke banana ba mokgatho wa Heaven Saints le batsaya karolo mo ithutuntshong e e gogileng beke e eteletswe pele ke LEA. O kaile fa madi a a thusang banana go simolola dikgwebo a Youth Development Fund, maikaelelo magolo a one e le go rotloetsa banana go tsaya karolo mo go tlhabololeng lefatshe leno, a tlatsa ka go re dithuto tse banana ba sa tswang go di amogela o solofela fa ba tlaa ya go tlhama dikgwebo tse di tlaa tlhamelang balekane ba bone ditiro, ga mmogo le go nna le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe. Mme keikantseng o gwetlhile mokgatlho wa Heavenly Saints go tswelela ba bereka mmogo le ofisi ya banana jaaka ba tlaa bo ba tsweledisa maitlamo a bone le gore lephata le kgone di sa tswang go tlhalosiwa. Kgosi Kobamelo Maunatlala wa kgotla ya Leretlwa kwa Mahalapye o lebogetse LEA tiro e e molemo ya go rutuntsha banana le go leka go tlhabolola matshelo a bone. A re le fa Mahalapye e le motse o motona, o saletse kwa morago ka dilo tse dintsi, a re bontsi jwa banana ba utlwalelela leina la Mahalapye diponeng, ga ba itse sepe ka bokao jo. O opetse legofi maiteko a banana ba Xhosa go alosa bommantswitswidi ba kamoso ba kgwebo a bo a kopa gore maiteko a bone a engwe nokeng, jaaka go fiwa lefatshe go netefatsa gore ba tsaya karolo mo go tlhabolololong Mahalapye. Mongwe wa barulaganyi ba tiro e, Rre Donald Letso a re ka Xhosa a itsege ka ditiro tse di duleng mo tseleng, se se ba gwetlhile go dira sengwe go fetola seemo. A re ba lemogile gore ba ntse ba ntse teemane ka marago ka menyetla ya kgwebo e le mentsi e tlhoka balatedi “Lefelo la madirelo la industrial le letona ebile le tletse ka dikago tse di sa dirisiweng mme banana ba le teng ba sa dire sepe,” a tlhalosa. Rre Letso a re e a re ba le kwa Gaborone le balekane ba gagwe ba thulanye ditlhogo ba tswa ka maano a go fenya diemo tse di ba tshwenyang kwa gae mme ba tswa ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho wa Heaven Saints Association. A re ba lemogile gore bontsi jwa dikgwebo tsa banana ba ba ikopantseng, di dira botoka go gaisa tsa ba ba dirang ka bongwe ka bongwe, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa go kopanya banana ba kgotla ya Xhosa go ba rutuntsha ka tsa kgwebo le go itshimololela dikgwebo. O lebogile bangwe batsadi ba ba neng ba tsenya matsogo mo dipateng go netefatsa gore maikaelelo a bone ga a itee sefololetse. A re tiro e atlegile ka lebaka la go bo ba ne ba intsha setlhabelo go netefatsa gore ba tswa bangwe ka bone thuso. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Royal Pioneers e lekodisa Bakgatla ka marang a mafaratlhatlha Rre Nchidzi Butale wa kgwebo ya Royal Pioneers Investment o ne a lekodisa Bakgatla ka maranyane a mafaratlhatlha a a tlaa dirwang mo Mochudi kwa kgotleng ya Mabodisa mo phuthegong e e neng e tshwerwe bosheng. Rre Butale o tlhalositse fa ba lephata la tsa ditlhaeletsanyo la Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA) le bone go le botlhokwa gore le romeRoyal Pioneers go tla go tlhalosetsa Bakgatla ka botlhokwa jwa mafaratlhatlha a. A re maranyane a, a a tlaa agwang go bapa le masimo a Mmaesoke, a tlaa tsaya bophara jwa 10m le boleele jwa 50m. O ne a kaya gore maranyane a a ka nna botlhokwa mo go iseng molaetsa mo nakong e khutshwane fa batho ba bua ka mogala e bile a ka thusa gore Botswana a kgone go phadisanya le mafatshe a mangwe fa go tla mo go tsa ditlhaeletsanyo. “Maranyane a BOFINET RLU1 le a RLU2 a ya go dirisa mafaratlhatlha a gore bana ba kgone go rutwa ba dirisa dibalamakgolo mo dikoleng, ka jalo go botlhokwa gore mafaratlhatlha a a okediwe ka motse o gola ngwaga le ngwaga,” Rre Butale a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, Rre Butale o ne a supa fa kakanyetso ya kago ya mafaratlhatlha e fetile pele ka ba khansele, ba tsa merero ya tikologo gammogo le bone ba BOCRA, ka jalo e se selo fela se se ikakanyeditsweng. A re ba BOCRA ba kaile fa kgaolo ya Mochudi e sokola ka maranyane a ditlhaeletsanyo, ka jalo kago ya mafaratlhatlha e tlaa ba solegela molemo. Mongwe wa batsena phuthego eo, Mme Dineo Ramaabya o ne a batla go itse ka bodiphatsa jwa mafaratlhatlha a le gore Bakgatla ba tlaa bo ba sireletsegile go le kae fa maranyane a a sena go agwa. Rre Tladi Kutlapye, yo le ene a neng a tseneletse phuthego e o ne a batla go itse gore go bogaufi bo kae gore mafaratlhatlha a a bo a agilwe le gore a kago ya mafaratlhatlha e tlaa solegela banana ba Bakgatla ba ba sa berekeng molemo jang. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Butale a re BOCRA e tlhalositse fa maranyane a a tlaa bong a tswa mo mafaratlhatlheng a ka seke a nne borai gotlhelele mo matshelong a bone ka a na le O ne a tlhalosa gore e tlaa re morago ga pego e sena go dirwa, rakonteraka a begwe mo go bone e be tiro e simolola mo lebakeng la dikgwedi tse tharo go ya go tse thataro Rre Butale a re kompone e e tlaa bong e filwe tiro ya go aga mafaratlhatlha a, e tlaa tla ka baitseanape ba yone mme e oketse ka go hira banana ba Bakgatla e le ntlha nngwe ya go thibela letlhoko la ditiro. Fa a tswalela puisanyo e, Kgosi Letuwe Mosweu o ne a nesetsa mafoko a ga Rre Butale pula, a tlhalosa fa a amogela ditlhabololo tse mo motseng wa gagwe. economy_business_and_finance 3 Masole a fetola botshelo jwa support group BDF Bands in Concert Style e fetotse botshelo jwa ba Pelegano Support Group mo motseng wa Makaleng morago ga go ba abela P20 000 go tsamaisa mananeo a lekalana la leo. Pelegano Support Group ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi (NGO), o o saleng o tlhamilwe ka dingwaga tsa 90s go thusa bagodi, ba na le bogole le ba ba sa itewang letsogo. E re ka BDF bands e ne e gatile mo kgaolong ya Bokone Botlhaba mo Masunga e le lwantlha, ba ne ba tlogela motlhala mo kgaolong ka go tlhopha Pelegano go akaretsa mekgatlho yotlhe ya bopelotlhomogi e le masome a roba bongwe mo Botswana, e e tlaa akolang go abelwa madi ke ba sesole monongwaga. Mo potsolotsong le BOPA kwa moletlong wa maitiso, modulasetilo wa Pelegano, Rre Dickson Moatswi o tlhalositse fa mpho e ya P20 000 e tlaa fetola botshelo jwa mokgatlho ka ba ntse ba sokola ka go o tsamaisa ka ntlha ya letlhoko la madi. Rre Moatswi o buile fa maikaelelo a bone e le go sidila batho maikutlo le go tlhokomela bagodi le ba-na-le bogole. A re mo nakong ya gompieno mokgatlho wa bone o tlhokomela batho ba le bantsi, ka go ba fa maele a go itirela ka diatla le go abela ba ba tlhokang dijo le melora kgwedi le kgwedi. Modulasetilo o tlhalositse fa Pelegano e sa kgetholole ope, ka jalo ba sa thuse banni ba Makaleng fela, mme ba akeretsa ba Botalaote, Toteng le Matenge. Rre Moatswi o supile fa batho ba metse e ba tsewa phakela le phakela go ya kwa Makaleng, go ya go ruiwa ditiro tsa diatla jaaka go roka diaparo, go bopa dinkgwana le tse dingwe. O supile fa mo nakong ya gompieno ba sokola go tsamaisa Pelegano ka ntlha ya tlhaelo ya madi, ka ba ikaegile ka madi a a tswang kwa baabing. O tsweletse ka go bua fa ba itumeletse mpho e go tswa mo go ba sesole sa Botswana, ka e tlaa ba totobisa lobaka, segolo bogolo go tshela koloi ya mokgatlho leokwane, e e tsayang batho moso le moso go ya kwa madirelong kwa Makaleng. Mogolwane wa sesole sa Botswana, Brigadier Joseph Seelo o buile fa ba itumeletse kamogelo ya banni ba Masunga le metse e e mabapi. O tlhalositse fa maikalelo a moletlo o wa maitiso e le go kokoanyetsa mekgatlho ya bopelotlhomogi madi, ka jalo go ba itumedisa fa Batswana ba tsenelela maitiso a. Brigadier Seelo o tlhalositse fa Masunga a ba makaditse thata ka tshologelo e e kwa godimo ka e ne e le santlha BDF band e dira maitiso mo kgaolong. A re se ke sesupo sa gore batho ba Bokone Botlhaba ba ntse ba ba nyoretswe ka e bile ba gaisitse le mafelo a mangwe a moletlo o o tshwarwang kwa go one ngwaga le ngwaga. O buile fa ba sesole sa Botswana ba isa moletlo o kwa Batswaneng, se e le go kokoanya madi go abela ba ba tlhokang, ka jalo go ba baya pelo fa Batswana ba amogela moletlo o ka mokgwa o. Brigadier Seelo o ne a bua fa maitiso a a le se a leng sone ka Batswana ka e le bone ba duelang. A re e le ba sesole sa Botswana, ba solofela fa mpho e ya madi e tlaa solegela ba Pelegano molemo gore ba kgone go tsamaisa dithulaganyo tsa mokgatlho, se e le go thusa Batswana. O tlhalositse fa maitiso a a godile thata mme fa nako e ntse e tsamaya ba tlaa tshwarela kwa mabaleng a matona a metshameko gore Batswana ba tle ka dipalo. society 9 Tshwaragano e ka thusa mo di tlhabolong Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Dikgang Makgalemele o rotloeditse banni ba motse oo go tshwaragana are se, se ka thusa go hehosa ditlhabololo mo motseng wa bone. Mopalamente o buile se kwa kgotleng kgolo ya goora Kgamane ka Matlhatso kwa temong ya ditlhare e e neng e rulagantswe ke banana ba mokgatlho wa Makgobokane Social Club mo Shoshong. Rre Makgalemele o ne a akgola banana go tsaya karolo mo tirong ya temo ya ditlhare are go le gantsi ba tlwaelesegile ka go goga dinao mo mererong ya tsa ditlhabololo tsa motse. O ne a akgolela banana ba mokgatlho o tiro e ba e dirang a tlhalosa fa go jwala ditlhare e le maiteko a a matona, ka di tisa meriti ebile di dirisiwa ele metswedi e e tlhabololang metse. A re go bo ba jwala ditlhare ka letsatsi le go amogelwang Jeso Keresete ka lone go supa mowa wa neelo le boutwelobotlhoko. Mongwe wa dikgosana tse di neng di amogela setlhare, Kgosi Ogaketse Batsietswe wa kgotla ya Thagana are o itumeletse maiteko a mokgatlho,a kaya fa setlhare se ba se biditse Makgobokane. Modulasetilo wa mokgatlho wa Makgobokane Rre Edwin Lesole o tlhalositse fa maikaelelo a mokgatho ele go thusa ba ba sa kgoneng le go tlhabolola motse ele banana. A re ba tlhophile go lema ditlhare mo dikgotlaneng, a kaya fa setlhare se ka tisa botshelo gammogo le go nna sekao sa ngwao. O ne a kgothatsa banana ba bangwe go inaakanya nabo, a feleletsa ka go supa fa ele bone banana ba ka tlhabololang motse wa bone eseng ope gape. politics 7 A dithuto di dire pharologanyo Batlhatlhelela dithuto tsa tiro ya diatla kwa sekoleng sa thutelo ditiro ya diatla sa Marobela ba kopilwe go dira ka thata go ntsha dialogane tse di tlaa tsogang di na le bokamoso jo bo ka ba betlelang isago. Kopo eo e ntshitswe ke mothusa tona, Rre Kgotla Autlwetse fa a ne a etetse sekole seo. Rre Autlwetse a re dithuto tse ba di fang baithuti bao di tshwanetse tsa dira pharologanyo mo matshelong a bone, e seka ya nna batho ba ba rweleng ditlankana fela. A re ba tshwanetse ba dirise thuto e ba e amuleng mo go bone go ka itirela dikgwebo tse di tlaa tsogang di ba tshetsa ka jalo ba tlogele go saila mo mebileng. Mothusa Tona a re go bo puso e rotloetsa dikole tsa diatla e bile ya bona go le botlhokwa go ka di itsamaisetsa, e lemogile botlhokwa jwa tsone. O ne a rotloetsa batlhatlheledi bao go tsepama mo go ruteng go ntsha maduo gore batho ba lemoge fa dikole tseo di sa direlwa bana ba ba paletsweng kwa dikoleng kana baithuti ba ba rileng, a re ka seo batho ba tlaa lemoga boleng le mosola wa tsone. Rre Autlwetse o tlhalositse fa puso e lebanwe ke kgwetlho e tona thata ya banana ba ba gobeyang mo mekgwatheng ba sena mebereko. O ile a tswelela a supa gape fa go na le bothata jo ba kopaneng le jone fa ba tsaya dikole tseo, a re dingwe ke matlotla le didirisiwa di onetse. Mothusa tona a re go tla ka tharabololo, go mo dithulaganyong tsa go leka go phutha baithuti go ba rutela golo go le gongwe go fokotsa ditshenyegelo tsa madi. E ne e rile pele, fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo Mme Ellen Rogers, a bolela fa sekole seo se na le baithuti ba le lekgolo le masome mane le botlhano mme mo go bone ba le masome mabedi le boraro ke batlhoka kutlo. Mme Rogers o ne a bolela fa sekole se sa dire sentle mo maduong, selo se a kaileng se ka tswa se bakwa ke tlhaelo ya batlhatlhelela dithuto ba ba rutetsweng tiro. O tsweletse a tlhalosa fa kgwetlho e ba nang le yone e le ya motlakase ka go santse go na le kwa matlo mangwe a borutelo a dibalamakgolo di sa tsenngwang gone. Mme o ile a supa fa ba na le tshingwana ya merogo go rotloetsa baithuti gore seo e nne bontlha bongwe jwa botshelo jwa bone gore fa ba tshwere ka fa ka diatla ba bo ba na le tshingwana ya kwa segotlong go tsweledisa botshelo pele. education 4 Khumomatlhare o solofetsa tshomarelo didirisiwa tsa maranyane Rre Ogorogile Kelebile wa Thamaga o gwetlhile banana go supa bokgoni jwa bone jo ba ka ishetsang ka jone. Rre Kelebile wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano mme a itsege ka leina la Modubathankga mo bodiragatsing jwa poko, o ne a bua mo puisanyong le O tlhalositse gore ke mongwe wa banana ba ba inaakantseng le poko go tsosolosa ngwao ga mmogo le go itshetsa. Ka jalo a re ke yone tiro ya gagwe mo nakong ya gompieno ka a sena kwa a dirang teng. A re ka a goletse kwa masimo o ne a rata go reetsa dipina le maboko mo seromamoweng sa Botswana mme ya re nako e ntse e tsamaya a nna le lorato mo mabokong. Modubathankga a re poko ke selo se se tlhokanang le ithuthuntsho e e tsepameng gammogo le go tlhopha mafoko gore a tsamaelane le se o buang ka sone ka nako eo gore go nyalane. A re fa mafoko a sa nyalane sentle leboko la teng le nna bosula. A re fa o le mmoki o tshwanetse wa ithuta Setswana ka go reetsa baboki ba pele. O tlhalositse gore leboko le natetshiwa ka moopelo o mosesanyane kgotsa ka mogolokwane gore o kgwe setshwe ga mmogo le go kolobetsa magalapa. Modubathankga a re dikgaisanyo di tshwana le tsa dikgaolo le tsa malatsi a ga tautona di godisa badiragatsi ba ba botlana ka ba nna le sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ga mmogo le go abelana maele. A re ba ba fentseng ba tia moko mme ba ba sa dirang sentle ba nna le sebaka sa go ya go ipankanya ba lebeletse diphoso sa bone. O tlhalositse gore nngwe ya diphitlhelelo tsa gagwe tse di tona ke go boka molelo wa kgolagano ka 2016 kwa Thamaga. Le fa go ntse jalo, a re o kopana le dikgwetlho di tshwana le go duelwa matsana fa a diragatsa ka gore bontsi jwa batho ga ba ise ba lemoge gore poko mo malatsing ano e dirisiwa go itshetsa. Modubathankga a re maikaelelo a gagwe ke go fetsa buka ya poko e a santseng a e kwala, mme e re morago a e rekise. O tlhalositse gore o ithaopile go ruta bana ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane kwa Thamaga Setswana ka a re o lemogile gore bana ka bontsi Setswana se a ba palelala. A re dithuto tseo o di direla kwa motlobong wa dibuka wa motse ka nako ya dikole di dule. O kopile batsadi go ema bana ba bone nokeng fa ba supa kgatlhego ya go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa. A re seo se dira gore ba tie moko ka nako tsotlhe, ka motsadi e le seikokotlelo sa ngwana mongwe le mongwe. education 4 Go sego letsogo le le abang Badiri ba sekole se
segolwane sa Chichi kwa Molapowabojang ba abetse Rre Stix Molomuwatau dijo le diaparo ka Labotlhano. Morutabana, Rre Althius
Moloi, a re bodiredi jwa sekole bo dule ka mogopolo wa go thusa malwapa a a
tlhokileng lesego fa bana ba sekole ba ya malatsing a boitapoloso. A re go abela bana dimpho ga se yone tiro fela e ba e dirang
ka jaana ba ithaopa le gone go phepafatsa Molapowabojang le metse e
mabapi. Rre Moloi a re ba dira se ka jaana ba lemogile
fa e le tiro e e ka thusang Molapowabojang go nna motse o o phepa, ka
jalo a rotloetsa baagi ba motse gore le bone ba tsenye letsogo. E rile a amogela dimpho, Rre Molomowatau a tlhalosa fa go abela ba ba dikobo dikhutswane e le tiro e ntle mme o ne a rotloetsa gore ba tswelele ba direla ba bangwe ka go sa
itsapa. Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o lebogile
bodiredi jwa sekole sa Chichi ka tiro e kgolo e ba e dirang, a re go sego
letsogo le le abang go na le le le amogelang. Mokhanselara wa Molawpowabojang East, Rre Calvin Matlale o
ne a ba eleletsa masego le matlhogonolo gore ba tswelele ka go ntsha maduo a
mantle, a re o itumelela moono o wa kutlwelo botlhoko, ka jaana motho e le
motho ka yo mongwe. society 9 Ba Somelo ba lela ka letlhoko la metsi Banni ba motsana wa Somelo mo kgaolong ya Ngami ba tlhaloseditse mopalamente wa kgaolo ya bone ya Ngami, Rre Thato Kwerepe, fa seemo sa letlhoko la metsi mo motsaneng wa bone se tlhomola pelo. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone ka Laboraro, ba supa fa metsi a ba a sielwang ke koporase ya ditlamelo tsa metsi ka ditanka a ba tlhaela mo motseng. E rile a amogela baeng, Kgosi Mokhutshwane Komee a tlhalosa fa seemo sa letlhoko la metsi se tswa kgakala. Ka jalo, Kgosi Komee o ne a re o kopa gore seemo seo se emelwe ka dinao, go dirwe tharabololo ya sennela ruri eseng metsi a ditanka a a tlhelang batho ba motse. O ne a re fa go ka diriwa lenaneo la go tlhatswa metsi a didiba mo motseng oo gongwe go ka thusa. E rile a akgela, Rre Kwerepe, a supa fa a itse seemo sa bone sa letlhoko la metsi, mme a ba gwetlha go dirisa thothi e ba e fiwang sentle eseng go e siela leruo. O ne a re moono wa leeto la gagwe ke gone go utlwa dilelo tsa bone le go tsaya megopolo e e tla a tsenngwang mo ditogamanong tse di tlang. Mogolwane wa koporase ya ditlamelo tsa metsi, Rre Michael Sepele o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tlisa tharabololo ya sennela ruri ka go aga madirelo a a tlhatswang metsi mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi. O ne a re gongwe fa go ka nna le madi a a salang mo lenaneong la bobedi la Maun la tlhatso ya metsi ba ka a dirisa go itepatepanya le seemo sa Somelo. Rre Sepepe o ne a kgalema banni ba Somelo kgatlhanong le go senya dipompo mo motseng, selo se a reng ke poela morago ebile go senya metsi. BOKHUTLO society 9 Ga ba itumelele lekgotla la kabo ditsha Banni ba Setsile kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba lela ka lekgotla la kabo ditsha ba re le diega go ba baya ditsha tsa bonno le masimo. Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Mme Botlogile Tshireletso bosheng. Ba kaile fa motse wa bone o tlhomamisitswe go nna motse ka 2007, mme e rile ka dingwaga tsa 2008/09/10 lephata leo la tla go rurifatsa ditsha dingwe tsa bonno mme le gompieno bangwe ga ba ise ba rurifadiwe. E rile a a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Moefesia Lefhoane, a tlhalosa fa selo se se ba baya ka fa mosing fela thata ka le go tlhabolola ba setse ba tshaba go tlhabolola e se re gongwe ba laolwa go fuduga. Rre Lefhoane a re gape ba phaka dipeo ba lebile masimo a bone mme sebe sa phiri ke gore ba lephata la kabo ditsha ba tlhalositse fa ba sa tshwanela go ka katolosa temo mo masimong a bone ka ba sena ditlankana tsa one. O ne a tlhalosa gore fa motho kgotsa molemi a batla go tlhabolola kgotsa go oketsa temo ya gagwe go le dingalo ka gotwe ba eme fela fa ba kileng ba bo ba lema teng kana fa matlo a leng teng. E rile a tswa la gagwe, Mme Tshireletso a tlhalosetsa banni ba Setsile gore puso e ikaelela go dirisa dikago tsa yone tsa bogologolo tse di sa tlholeng di le mo tirisong go rutela batho ditirelo tsa mananeo mo go tsone. Mme Tshireletso a re dikago tse di tlaa bo di kgona go tsaya batho botlhe ba ba ithutelang dithuto di tshwana le thuo ya dikoko tsa mae, go dira toilet paper, go dira dipholeche, melora e e tlhatswang le tse dingwe. A re selo se, se tsile go dira gore batho ba le bantsi ba aloge mo ditirong ka go farologana. Fa a bua ka dikgang tsa ditsha tsa motse wa Setsile, mopalamente o ne a tlhalosa gore motse wa bone o simologile e le motsana mme ka o beilwe motse ba se fele pelo gore ba ka tla ba rurifadiwa fa dilo tsa puso di tsaya lobaka. Le fa go ntse jalo, o ne a ba tlhalosetsa fa ba lephata la gagwe ba tlaa ikopanya le bone go bona gore go ka fefosiwa ikwadiso jang gore ba nne ba phuthologile. Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tshwenyegile ka tlhokomelo ya bana e e lolea go tswa mo botsading. BOKHUTLO society 9 WUC e tla a nosa Suping Koporase ya Water Utilities Cooporation (WUC) e rebotswe semmuso go simolola thulaganyo ya go nosa banni ba kgotlana ya Suping kwa Molepolole metsi. E rile a lekodisa banni ka thulaganyo eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mothusa Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, mogolwane wa WUC kwa Molepolole, Rre Kabelo Matebesi a re Suping o tla a nosiwa metsi ka dipompo dile pedi tse di setseng di goketswe. A re banni jaanong ba tla a bona metsi ka tiriso ya dikhupone tse di tla laolang selekanyo sa tiriso ya metsi. Thulaganyo ya go kwadisetsa banni dikhupone, go tlhalositswe e ya go direlwa fela ba ba nang le ditlankana tsa ditsha le bao bonno jwa bone bo tlhomamisitsweng ka mokwalo ke bogosi jwa kgaolo, go lebilwe gore ba sale ba nna foo pele ga go nna teng ga makgotla a kabo ditsha. O tsweletse a tlhagisa banni fa koporase e ya go dira gotlhe mo e ka go kgonang gore metsi a dirisetswa se se lebaneng mo malwapeng fela, mme e bile ba sena go letla thulaganyo epe ya go nosa leruo, a kaya fa ope yo a ka ikgatholosang se, a tla a bo a itsenya mo mathateng. Rre Matebesi a re thulaganyo ya go nosa kgotlana eo mo nakong eno, e tla nna go ba isetsa metsi, a re kgokelo ya engine e tla nama e saletse morago ka poifo ya gore e tla bo e sa babalesega. A re khupone tla rekisiwa go simolola ka P10 e le selekanyo sa dilithara tse 5 000 tsa go nosa lelwapa go feta sebaka sa kgwedi fa a dirisiwa ka tshwanelo. Le fa gontse jalo banni ba supile tlhobaelo ka thulaganyo ya go nosiwa ka tiriso ya dikhupone, ba bona go le botoka go reka metsi a dikotshekara jaaka ba ntse ba dira. Thulaganyo ya go nosa morafe wa Suping metsi e tla morago ga gore lefelo leo le nne le sa kgone go bona ditlamelo gotwe ke masimo. Mme le tlhomamisiwe go nna nngwe ya dikgotla tsa motse wa Molepolole le jaanong le tla simolola go akola ditirelo tse di bonwang ke mafelo a mo seemong sa lone. Mothusa tona, Rre Matlhabaphiri yo gape eleng mopalamenete wa kgaolo ya Molepolole Bokone, o supile matshwenyego ka dipalo tse di kwa tlase tsa 300 wa banana ba ba ikwadiseditseng thulaganyo ya Tirelo Setshaba. O tsweletse a o kgala tsela e lenaneo la Nyeletseletso Lehuma mo kgaolong ya Kweneng le tsamayang ka teng, a akgola dikgaolo di tshwana ya Chobe gore di dira bontle ka kgatelopele e itumedisang. O gwetlhile ofisi ya ga Molaodi,e eleng yone e tshwereng boikarabelo jwa go lomaganya lenaneo la Nyeletso Lehuma, go itshekatsheka e bo e tle ka methale ya kafa seemo se ka tokafadiwang ka teng mo kgaolong ya Kweneng. BOKHUTLO society 9 Tomagano e aga motse Tomagano ya boeteledipele jwa motse e botlhokwa mo go tsiseng ditlhabololo le go aga morafe. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Puso mo phuthegongya ntlha ya ngwaga, ya go tla go rolela morafe lenaneo le ba yang go dira ka lone le go amogela mopalamente le makhanselara a masha. O boletse gape fa a ikaelela go kopana le baeteledipele ba motse ka go farologana jaaka baruti, banana, bomme le ba bangwe, gore ba tle ba buisane ka go bereka mmogo. Kgosi Puso o tlhalositse fa a fokoditse diphuthego tsa gagwe tsa kgotla, go fa sebaka bao ba ba tlaa eletsang go tshwara diphuthego kwamotseng oo. O boletse fa ba tlaa ipelela thobo le go leboga Ramasedi, kgwedi ya Moranang e le lesome le bongwe, a supa fa letsatsi leo gape e tla a bo e le go fa balemi sebaka sa go rekisa thobo ya bone. Kgosi o boletse fa ba lemogile gore kgwedi ya Phatwe dijo dingwe di a bo di senyegetse mo masimong jaaka magapu. O tlhalositse fa gape ba tla a tshwara letsatsi la ngwao kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano, mme jaaka gale ba tlaa direla bagolo dijo tsa motshegare kgwedi ya Lwetse e le lesome le bobedi. Kgosi Puso o supile fa monongwaga a tlaa tshwara diphuthego tsa dikgotlana mo kgotlaneng ya Tlhakong le Magwadi. O tlhalositse gape gore ba tlaa tswalela ditsheko kgwedi ya Ngwanatsele e le masome a mabedi, a bolela fa se se ba thusa go kgarametsa tse di neng di ntse di le teng. O ne a kopa morafe wa gagwe go tsena letsatsi la botsogo le le tlaa tshwarwang ke ba sekolo sa IHS kwa kgotleng kgolo ka Labotlhano kgwedi ya Tlhakole e le lesome le boraro. O supile fa keletso ya gagwe e le go etelela morafe o o itekanetseng pele, a bo a rotloetsa batho go yago itlhatlhobela malwetse a a farologanyeng ka letsatsi leo. Erile a ntsha la gagwe mopalamente wa Tlokweng mme Same Bathobakae a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo ditlhophong tse di fetileng, a supa fa badiragaditse tshwanelo yabone. O ne a kopa Batlokwa gobereka le ene sentle, le gore ba seka ba tshaba go mo gakolola fa ba bona a tswa mo tseleng. O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya gore bana ba seka ba ganelwa ka ditlankana fa ba ba kolota kwa dikoleng, mme batsadi ba ye go itlama gore ba tlaa dira jang gore sekoloto seo se duelwe. Mme Bathobakae a re puso e ntshitse lekgetho mo dijong di tshwana le borotho jwa ranthasi, setampa le raese. O boletse gape fa e ntshitse lekgetho mo diterekereng le digogi tse dingwe tsa temo Mopalamente o supile fa puso e ntshitse molao kakanyetso wa gore kereke e seka ya kwadisiwa ka maloko a le lesome, mme e kwadisiwe ka maloko a le makgolo a mabedi le masome a matlhano. Rre Monty e ne ya re a tswa la gagwe, a bolela fa ba tlhophile mopalamente ka tshepho ya gore o tlaa bereka le bone sentle, a bo a mo leboga gore o dirile ditso tsa go nna mopalamente wa ntlha wa mosadi mo kgaolong ya bone. O mo kopile go buisana le setshaba pele ga a ya palamenteng, a bo a supa fa se se tona se ba se batlang e le ditlhabololo. Batlokwa ba ne ba farologana ka palo ya maloko a kereke gore a nne kae, bangwe ba re a nne makgolo a matlhano, bangwe ba re sekete fa ba bangwe ba dumalana le palo e e akantsweng. Le fa go ntse jalo bangwe ba re ba tshwenngwa ke gore letamo la Gaborone le a kgala, mme go supagala fa batho bangwe ba dirile matamo a ba dumelang e le one a kganelang metsi go tsena mo go lone. O supile fa e le nnete batho bangwe ba dirile matamo a feta makgolo a mabedi mo molapong wa Notwane. politics 7 Makgatho o rotloetsa banni Tona Wa Botsogo Mme Dorcas Makgato o rotloeditse banni ba motse wa Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti go rwala boikarabelo jwa go hema malwetse ka go farologana. Tona Makgato o ntshitse kgotlhatso e fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakane bosheng a tlhalosa a fa tsile go ba lekola le go ba lekodisa ka lenanaeo la bone la diphetogo ,le a reng ka lone ba ikaelela go fetola ka fa bantseng ba dira tiro ya bone ka teng. O ne a ba kgotlhatsa gore mongwe le mongwe wa bone a tseya boikarabelo ja botsogo jwa gagwe,selo se a reng seka thusa go hema go tsenwa ke malwetsi. Mme Makgato o ne a ba tlhalosetsa fa puso e dirisa madi a mantsi mo malwetsing a sa tshelanweng jaaka Kankere ,Madi a matona le Sukiri,a a bakiwang ke ka fa batho ba tshelang ka teng le ka fa ba jang ka teng . A re bogologolo batho ba ne ba itshidila mmele ka go bereka , go thugiwa,go iwa nokeng le kgonnye go lo mo go neng go thusa go sidila mmele. O ne gape a ba tlhalosetsa gore ba fokoditse dintsho ja masea gona 25 -1000 a tlatsa ka gore keletso ke gore e ne 0,a supa fa ba kgone se ka go kenta bana a re ba okeditse seelo sa mekento ya bana a tlatsa ka gore ba ne ba kenta bana ba ba dingwaga tse di lesome le bobedi ka mokento o o thibela kankere ya molomo wa popelo.o bile a ba tlhalosetsa ka mananeo a mangwe a botsogo a bo a ba rotloetsa go a dirisa. Tona o boletse fa ba tlhaelelo ke babereki selo se a reng se gakadiwa ke gore fa gonwe bangwe ba bona ditiro kwa mafatsheng a mangwe .O supa fa gape puso ikaelela go godisa dikokelano dingwe le go di baakanya. O tlhalositse fa a dirile thulaganyo gore dikokelo le dikokelwana di kgone go itirela dipaakanyo tse di potlana. E rile a itebaganya le tlhaelo ya dipilisi ,a tlhalosa fa e bakiwa ke gore dipilisi dingwe ga di a anama a re ba ya go fetola dipilisi tse di sa anamang . O bile a re ba dirile gore balwetse ba di rekelwe dipilisi kwa marekisetsong a dipilisi fa di seyo mo bookelong .Tona a re o lemogile gore fa go sa itebagangwe le go hema malwetse , ba ya go tlhamela go gongwe fa dingwaga di ntse di tsweletse. O bile a tlhalosetsa fa a bone seemo sa mosuke wa sepatela sa bone sa Letlhakane a tlatsa ka gore o tla itebaganya le go dira sengwe tsibogela seemo . Banni ba ne ba tlhalosetsa Tona ka fa ba sa jesiwe diwelang ke mosuke wa sepatela sa bone ,ba supa fa motse wa bone o setse o godile e bile dipalo tsa batho ba ba dirisang sepatela sa Letlhakane di setse di se hekeetsa ka jaana se thusa kgaolong ya Boteti Botlhaba ka kakaretso. Mongwe wa banni Rre Meshack Tlhanke o ne a supa fa ba tlhaelelwa ke dingaka ,a bo a kopa Tona gore a kopela dingaka boroko kwa komponeng ya Debswana kwa Orapa ka jaana letlhoko la boroko jwa babereki ba sepatela le lone e le kgwetlho.obile a kaya fa seemo sepatela sa Letlhakane e le sone se ba kgoreletsang go tsaya ditlamelo tsa botsogo sentle. Rre Mmatlakgomo e ne o ne kopa gore go diriwe thulaganyo ya go tsenya dirojaroja mo dikoloing tse di rwalang balwetse.O ne gape a re go dirwe thulaganyo ya gore balwetse ba tseye dipilisi kwa dingakeng tse diikemetseng . Tona Makgato o ne a ba kopa gore ba seka ba leba kgang ya sepatela ka semofare ,a supa gore e ne o e leba ka dipalo le letlhoko ,a tlhalosetsa fa puso e na le maikaelelo a go ba agela sepatela jaanong mathata e le tlhaelo ya madi a re o tla bua le ba meepo ka seemo se. A ba tlhalosetsa gore o ya go dira sengwe ka kgang ya sepatela .o bile a re o tla sala morago kgang ya dirojroja tlhaelo ya babereki,letlhoko la boroko jwa baderek i le tlhaelo ya dikoloi. BOKHUTLO health 6 Tlhomelang o kopa bagodi go itlhatlhobela malwetse Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang, o rotloeditse bagodi ba Kgomokasitwa go itlhatlhobela malwetse a a borai jaaka sukiri, kankere le madi a matona a a sa tseweng tsia le mororo a feditse batho. Rre Tlhomelang, yo o neng a patilwe ke bodiredi jwa khansele ya Moshupa, o ne a tshwere puthego ya kgotla kwa Kgomokasitwa mo bosheng. O boletse fa batho ba itebagantse fela le go lwantsha mogare wa HIV, mme ba itlhokomolositse malwetse a mangwe. O boletse fa puso e bone fa malwetse a mofuta oo a tshabelela bagodi mme ba tshwanetse gore nako le nako ba ye kwa dikokelwaneng go itlhatlhobela malwetse ao le fa ba sa lwale. Rre Tlhomelang o ba gakolotse go itlhokomela thata le go ja dijo tse di nonotshang mmele. O ne a ngongorega gape gore borre ba rata go loba bolwetse jwa kankere ya setlha jo a boletseng fa bo le borai thata. Modulasetilo wa khansele ya Borwa o ne a abela bagodi ba Kgomokasitwa dikobo di le masome mararo go ikokega mo marigeng. BOKHUTLO health 6 A ditshwanelo tsa bana di tlotlwe Ba-na-le-seabe mo kgodisong ya ngwana ba gwetlhilwe go tsaya boikarabelo jwa go tshwaraganela tiro e. Se, se boletswe kwa segopotsong sa letsatsi la ditshwanelo tsa bana kwa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba. Dibui dingwe di boletse fa go le botlhokwa gore ditshwanelo tsa bana di tlotlwe, e bile ba godisiwe ka lerato le le tlaa thusang gore ba nne le boikarabelo. Ba re puso e dira natla go rotloetsa kgodiso ee lolameng ya bana. Fa a bula semmuso tiro eo, modulasetilo wa lekgotla la Skillshare International Botswana, Mme Kebareileng Seane, o boletse fa go le mo maruding a mongwe le mongwe go tlamela bana, go ba dibela le go ba fa bogakolodi. O ne a supa fa puso e itlamile go eteletsa kwa pele kgodiso ya bana, go sa kgathalesege gore ke ba bong kgotsa letso lefe. Mme Seane a re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa ngwana mongwe le mongwe a na le toro, a re mme fela go le gantsi ditoro tsa bone di felela di holodisiwa ke bagolo ka mabaka a a farologaneng. A re dingwe tse di holodisang ditoro tsa bana ke gore batlhokomedi bangwe ba bone ba itlhokomolosa botlhokwa jwa go ba direla ditlankana tsa matsalo kgotsa Omang, mme seo se bo se ba baya ka fa mosing. Le fa gontse jalo, Mme Seane o ne a kgala mokgwa wa gore bana ba rontshiwe ditlamelo tse di akaretsang botsogo le thuto ka go bo ba sena tse di tlhokafalang, a bo gape a tshela mmu mokgwa wa gore e re bana ba kolota sengwe kwa dikolong, barutabana ba gane go ba neela ditlankana tsa bone. A re boemong jwa go dira jalo, barutabana ba tshwanetse go lebagana le motsadi ka e le ene a tshwanetseng go rwala mokgweleo wa go thusa le go sireletsa ngwana. Mme Seane o ne a tswelela a tlhalosa fa go ngomola pelo go bo batsadi bangwe ba itlhokomolositse boikarabelo jwa go tlhokomela bana, mo bana bangwe ba iphitlhelang ba phuagantswe kwa go bonkuku a bone. O ne a supa borre bangwe ka monwana, a re ba na le mokgwa wa go tsena ka lenga la seloko fa baratiwa ba bone ba ba begela boimana, mo ngwana a felelang a gola a sa itse rraagwe. O ne a gwetlha borre ba ba sa itseng kwa bana ba bone ba leng teng, go ba direla bomolemo ka go ba latedisa, a re ke tshwanelo ya ngwana go itse le go nna le kamano le batsadi boobabedi. Fa a tswa la gagwe, modiri go tswa kwa lephateng la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Lechani Peter, o ne a kgala thata kgokgontsho mo baneng, a re go le gantsi e felela e aga mo ditlhaloganyong tsa bana, mme seo se ame le jone bokamoso jwa bone. A re se se utlwisang botlhoko le go feta, ke go bo batsadi bangwe ba kgokgontsha bana ba bone ka tsa tlhakanelo dikobo, mme e le bone ba solofelwang go ka ba sireletsa. Fa a ema bana ka lefoko, Mme Peter o ne a ba gakolola go tlhopha ditsala tse di ka sekeng tsa ba gogela mo thaelong, a re ba itse fa go nna le ditshwanelo go sa reye gore ba iteseletse ba inaakanya le dilo tse di sa itsagaleng, tse di ka ba senyetsang bokamoso. BOKHUTLO society 9 Domkrag ga e na go amogela mekoko Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re boeteledipele jwa phathi ya Botswana Democratic Party bo tsere tshwetso ya gore ga ba kitla ba amogela ope yo o ngadileng mme a ya go emela ditlhopho e le moema nosi. Rre Kgathi o boile seo kwa phuthegong ya phatlalatsa ya phathi eo ka Matlhatso kwa Mathathane. A re ba ba tlogetseng phathi eo go nna baemanosi kana mekoko ka ditlhopho ga ba kitla ba amogelwa mo phathing ya Domkrag. A re maloko a tshwanetse go amogela fa ba fentswe mo phadisanong mme ba sale ba ba supilweng ke maloko morago. Rre Kgathi phathi eo e a itlhaloganya ebile ga gona mo gotweng mokoko wa Domkrag mme a kopa ba setseng morago batho ba go nna jalo go boela morago. Rre Kgathi yo gape eleng motshwaralela tona mo ofising ya tautona a re a re moloko a BDP a seke a etsaetsega ba sala morago ba ba ipitsang mekoko a supa fa yo o ipitsang Mokoko mo kgaolong ya Mathathane a ganne go amogela maduo a ditlhopho tsa peelo letlhokwa ka a re o tsieditswe. O supile fa BDP e nale melao e e tsamaisang ditlhopho mme e ka se e robe go sala maikutlo a ope morago. O kopile batlhophi ba Mathathane gore ba tlotle lesika le go tsalana mme ba seke ba sala motho morago motho le fa a timetse mme ba sale boammaaruri morago. Tona Rre Kgathi a re Domkrag mo kgaolong ya Mathathane ya bokhanselara e romile Rre Mmotlana Tshebedi yo a kaileng e le moeteledipele yo o naleng boikarabelo ebile a nale boitsaanape ka a berekile puso ka lebaka le le leele. A re kgaolo eo ya Mathathane le Bobirwa ka kakaretso mo bogaufing e tla akola metsi ka kago ya letamo la Thune e wetse ebile ditlhabololo di tshwana le kago ya borogo ja Platjan e tla thusa gore ditlhabololo di goroge mo kgaolong eo. Rre Kgathi a re baganetsi jaaka phathi ya Botswna Congress Party e kgala BDP e ere ga e tsamaise merero ya lefatshe le sentle mme BCP e sena motlhala ope e e ka e supang gore e kile ya busa. O kaile fa mananeo a BCP a se botoka mo go a Domkrag mme a kopa banni ba Mathathane go tlhopha BDP mo ditlhophong tsa sechaba tse di tlang. Dibui tse dingwe Rre Power Moupi a re Batswana ba tshwanetse go tswelela ba tlhopha BDP ka e nale maikarabelo ebile mananeo a yone tsepame. Fa Mme Florah Basiame ene a kopile banana le ope yo o tlhokang dithuso tsa puso go tsena mo diofising tsa puso go akola mananeo go tlhabolola matshelo a bone. O kopile bagolo baya dikarata tsa tlhopho le Omang sentle ka go setse go nale bangwe ba ba ikaeletseng go fitlha dikarata tsa bone gore ba se kgone go tsaya karolo ka letsatsi la ditlhopho. Fa Rre Gontsi Kebadiretse a re sepolotiki ga se tiro, a re ba ba se dirang gore ke tiro ba tsaya ditshwetso tsa go nna mekoko fa ba latlhegelwa ke ditlhopho. Bokhutlo. BOKHUTLO politics 7 Go sa tsholediwa maemo ga kgotla go rotloetsa borukutlhi Kgosi Cindy Mohaladi-Kokole wa Ditshukudu mo kgaolong ya Kweneng a re go tlhoka go tsholediwa maemo ga kgotla ya gagwe go nna e e sekisang go rotloetsa kgolo ya borukutlhi mo motseng. Fa a bua mo potsolotsong le A re kgotla ya gagwe e akaretsa masimo a le mmalwa a tshwana le a Kgare, Mamarobole le Mammoto, ka jalo a supa fa ba nna le bothata go ka thusa mo dikgannyeng tsa borukutlhi ka jaana bone ba itebagantse fela le go letlanya tsa selegae. A re ntswa ba tsaya dithuso tsa sepodisi kwa Lentsweletau, ka e le one o gaufi le bone, seo ga se a lekana ka jaana nako e ntsi bosupi bo a senyega ka ntlha ya tiego ya go ka sekisa badira melato. Kgosi Mohaladi-Kokole a re mapodisi a tsaya nako go ba lekola, gammogo le gone go buisa diputhego, a tlatsa ka gore ba tla fela fa ba ba tlhaba mokgosi go tla go thusa. A re bogodu jwa loruo mo motseng wa gagwe bo go golela pele, a tlatsa ka gore gape o tshwenngwa fela thata ke dikgang tsa dintwa le dipolaano tse gantsi di diragalelang ko maitisong. E rile a tsibogela kgang eo motshwarelela mookamela mapodisi a Molepolole Assistant Superintendent Gontse Segale a supa fa fa ba itemogela gore borukutlhi bo a gola mme a tlhalosa fa seemo sa Ditshukudu e le senngwe se ba sepodisi ba se etseng tlhoko ka dinako tsotlhe, a re go maleba gore go etelwe nako le nako. A re mo nakong eno, motse oo ga ona komiti epe ya twantsho borukutlhi, a supa fa go na le mapodisi a baithaopi fela mme a re go botlhokwa gore dikomiti tsa mofuta oo di nne teng ka jaana go setse go na le madirelo mme e bile le palo ya banni e oketsega. Mme Segale o beli a supa fa sepodisi sa Lentsweletau se thusa metse e mentsi e akaretsa Mahetlwe, Hatsalatladi le e mengwe, mme a re seo se dira gore mapodisi a tsee nako go lekola metse e mengwe ka jaana e bile ba na le tlhaelo ya dikoloi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Barutabana ba kopa kemonokeng Barutabana kwa sekolong se segolwane sa Artesia kwa kgaolong ya Kgatleng ba kopile batsadi ba bana ba ba tsenang sekolo teng go emela thuto ya bana ba bone ka dinao. Fa a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekolong seo ka Mosupologo, mogoko Rre Khan Masau, o ne a bua a sa kgwe mathe ka go tlhoka go iponatsa ga batsadi mo diphuthegong tsa barutabana le batsadi a tlhalosa fa diphuthego tseo di le mosola thata. A re go a swabisa go bona batsadi ba sa tsibogele diphuthego tseo a kaya fa go dira jalo e se go supa boikarabelo mo thutong ya bana a tlhalosa fa kwa ntle ga kemonokeng ya bone barutabana ga ba kake ba kgona mokgweleo ba le nosi. O ne gape a re se se mo utlwisang botlhoko le go feta ke go tlhoka go iponatsa ga batsadi ba Artesia a tlhalosa fa ebile bone ba botoka ka sekolo se mo motseng wa bone ga ba tswe kgakala le go palama ga ba palame mme ba palelwa ke go tla diphuthegong tseo. Mogokgo Masau a re se se mo gakgamatsang ke gore phuthego e ba e tshwarang fa ngwaga o simolola batsadi ba tla ka bontsi a supa fa mo diphuthegong tse dingwe fa gare ga ngwaga ga ba iponatse gotlhelele. O tsweletse a supa matshwenyego ka batsadi bangwe ka go tlhoka go tlhola bana ba ba nnang kwa sekolong seo a tlhalosa fa bangwe ba bone sale ba tlogela bana ba bone fa ba simolola sekolo ga nke ba itshwenya go ya go ba tlhola. A re seo ka nosi ke sone se se bakang bogodu magareng ga bone a supa fa bangwe ba felela ba utswela ba bangwe melora le tse dingwe ka batsadi ba palelwa ke go rekela bana tse ba di tlhokang mme o ne a kopa batsadi go emele kgang eo ka dinao. O ne gape a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go kopa bana go ya medirong e e tshwanang manyalo,dintsho le dikereke a supa fa e le go diela bana nako le go ba kgoreletsa mo dithutong tsa bone a tlatsa ka gore ga ba kake ba letlelela seo go diragala. Mogokgo o tsweletse a gwetlha batsadi go ema ka dinao go rotloetsa bana mo dithutong tsa bone a supa fa thuto e le yone konokono mo botshelong jwa segompieno a tlatsa ka gore fa motho a sa rutega ga gona jaaka a ka kgona go fitlhelela ditoro tsa gagwe. Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ko sekolong seo Mme Odumetse Komane ene o ne a kopa bomme go bua le bana ba bone ba basetsana ka bodiphatsa jwa go ima ba sale ba botlana. A re ngwaga o o fetileng ba latlhegetswe ke bana ba le babedi ka ntlha ya boimana a tlatsa ka gore yo mongwe mo go bone o ne a le dingwaga tse di lesome le bone a supa fa a ne a sa le mmotlana thata gore a nne le ngwana. O ne gape a supa fa bana ba rata go lwa mo sekolong a re ngwaga o o fetileng go ne ga nna le ntwa e mo go yone bana ba ne ba lwa le ka dithipa tota mme o ne a kopa batsadi go bua le bana. E ntse e le kwa phuthegong eo barutabana ba ne ba bolela fa bana ba mophato wa boraro ba ka seke ba ba golole mo malatsiang a boikhutso a a tlang gore ba kgone go dira dithuto tse di saletseng kwa morago. Ba ne gape ba supa fa bangwe fa ba gololwa ga nke ba boela sekolong le ntswa ba le gaufi le go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. Fa ba akgela batsadi ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo fa batla ema ka dinao go rurifatsa gore bana ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo. Reverend Molatlhwe yo le ene a ne a tsile phuthegong eo o ne a kopa borre go ema bomme nokeng mo thutong ya bana a supa fa bontsi jwa nako bomme ke bone ba ba di gogang kwa pele mo thutong ya bana. BOKHUTLO education 4 Mapodisi a Serowe a tshwere monna ka setlhatshana Mapodisi a Serowe ba tshwere monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro wa kgotla ya Khurumela kwa Palapye ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane le dipakete tsa motsoko. Go ya ka ramapodisi wa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, e ne ya re ka Mosupologo mapodisi ba longwa tsebe ke mongwe gore monna yoo o ka tswa a tshwere dingwe tse di sa letlelesegeng, mme a felela a tshwarwa kwa marekisetsong a setshaba a Serowe. Superintendent Oteng a re e ne ya re monna yoo a phuruphudiwa, ga fitlhelwa setlhatshana se go belaesegang e le motokwane, se se ka nnang bokete jwa 750 grams le dipakete tsa motsoko wa Chelsea di le masome mane le bobedi. Superintendent Oteng a re monna yoo o ne a lebisiwa molato wa go rekisa motsoko e se ka fa molaong, mme a dumalana le molato oo, mo a feletseng a duela P3 000. A re mapodisi ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go rurifatsa gore a setlhatshana se se fitlhetsweng se tshotswe ke rre yoo ke motokwane. A re fa go ka fitlhelwa setlhare seo e le motokwane monna yoo o tlaa lebisiwa molato. Mo kgannyeng e nngwe, Supt Oteng a re e ntse e le gone ka Mosupologo, mapodisi ba ne ba amogela boikuelo gore babereki bangwe ba ba neng ba thusa mo dipaakanyong tsa pulo ya dikole kwa sekoleng se segolwane sa Bakwena Kgari, ba bone sengwe se e kareng nama mo teng ga mesima e e tsamaisang leswe la matlwana a boitiketso kwa matlong a barutabana. A re e ne ya re mapodisi ba tsena koo, ba lemoga fa sengwe seo e le lesea, mme ba bongaka ba rurifatsa fa le setse le tlhokafetse. O ne a bolela fa mo nakong eno ba le mo patlong ya mmaagwe lesea leo a ba a ikuela mo setshabeng go ba thusa mo ditlhotlhomisong. crime_law_and_justice 1 Go tlhoka ditlankana go dia ditlhabololo kwa D’Kar Go ngodiega go tswa ka tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa D’kar go baya banni ka fa mosing ka ba sa kgone go dira sepe se se ka tokafatsang matshelo a bone. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre John Thiite, o gakolotse morafe wa D’kar gore go botlhokwa go nna le ditlankana tsa malwapa gore ba kgone go akola mananeo a puso. Ka jalo a re go botlhokwa gore ba ba filweng ditsha ke kereke ya Dutch ba nne le ditlankana tse di ka ba thusang go ikopela mananeo a puso a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone. O kopile bogogi jwa motse go buisana le kereke gore e neele banni ditlankana tsa ditsha tsa bonno. Morafe wa D’Kar o mo lefelong le le mo diatleng tsa kereke ya Dutch, ka jalo tlhabololo le tiriso ya lefatshe di rebolwa ke kereke, mme go thata gore ba ka thusiwa ba sena ditlankana tsa ditsha. A re go botlhokwa gore morafe o buisane le bogogi jwa kereke ka mananeo a tshwana le la go agela ba ba ’kobo dikhutshwane matlo a boroko le ka se akolwe mo D’Kar ka gore ba ba neng ba ka thusiwa ga ba na ditlankana tsa bonno. Mopalamente o tlhaloseditse banni bao gore go ne go tshwanetse go agwa kokelwana le koporase mme ga di a agwa lebaka e le gore kereke ga e a ntsha ditlankana. O rotloeditse mokhanselara le baeteledipele ba bangwe ba motse go emela kgang eo ka dinao gore motse wa bone o kgone go bona ditlamelo le ditlhabololo tse dingwe tsa botlhokwa. Rre Thiite a re ba tsweletse ba dira maiteko a go buisana le kereke gore kgang ya lefatshe kwa D’kar e rarabololwe, mme a re go botlhokwa gore lentswe la banni ba lefelo le, le utlwale. Mo tekodisong ya gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Wynard Morris a tlhalosa fa letlhoko la lefatshe le emisitse ditlhabololo mo motseng. Rre Morris a re go agilwe matlo a baoki a le mabedi mme ga a ise a gokelwe metsi le motlakase, kgang kgolo e le Water Utilities Corporation le Botswana Power Corporation ba tlhalosa fa sekgoreletsi e le gore ditsha tseo ga di na ditlankana. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thato Tshweneyagae a supa fa e le boammaaruri bodiredi jwa puso bo tswa kgakala bo buisana le kereke, ba kopa gore ba neele banni ba D’kar ba ba nang le ditsha tsa bonno ditlankana gore ba kgone go tlhabolola bonno jwa bone. Le fa go ntse jalo, Rre Tshweneyagae a re ba tlaa tswelela ba buisana le kereke go rarabolola kgang eo. A re maikaelelo magolo ke go tlhabolola matshelo a banni ba D’kar. politics 7 Ba kopillwe go tsaya mananeo ka thwaafalo Batswana ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ba kopilwe go bereka ka natla le go tlhokomela didirisiwa tse ba di neetsweng gore ba kgone go itshetsa. Se se builwe e mongwe wa lekoko le le kgethilweg ke Tautona go sekaseka manenao a Puso a nyeletso lehuma le tsamayang le lekola dikgwebo tsa baikopedi ba lenaneo leo Rre Peter Siele. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba dirise tshono eo go kgona go fetola matshelo a bone ka go atolosa dikgwebo tsa bone. Rre Peter Siele e rile a tlhalosetsa banni ka loeto, a re puso e lemogile fa go sena tswelelo pele mo maitekong a go anamisa mananeo a nyeletsa lehum kwa Batswanang, ke ka seo puso e ba romileng go tlhola dikgwebo tsa baikopedi. A re maikaelelo ke go tla ka tlharabololo fa go nang le tlhaelo teng. Rre Siele gape o supile matshenyego a boitseme ja badirelapsuo ba ba filweng maikarabelo a go abela baikopedi mananeo. E rile ba ntsha matshwenyego a bone, baikopedi ba mananeo a puso a nyeletso lehuma, ba re mananeo ao ga ba tswela mosola ka jaana ba sale ba solofeditswe go fiwa dithoto go itshimololela dikgwebo mme seo ga se diragale. Bangwe ba baikopedi ba mananeo a tshwana le go dira di jeme, dipodi, le matlalo ba supile fa ba setse ba nale ngwaga tse tharo marago ga go kanokiwa le go isiwa ithutontshong mme ba solofediwa fa batla amogela dithoto tsa bone mo nakong e khutshwane. Molaodi wa kgaolo potlana ya Okavango Rre Thabang Dikatholo, o ne a kgothatsa baikopedi go tsaya mananeo ao le go a dirisa ka kelelelo go ka inamola mo lehumeng. O tlhalsitse fa ba utlwile dingongora tsa bone mme ba tla ba thusa go bankanya seemo. O ile a kaela fa a le maswabi ka ane a rometse setlhopha go tlhola seemo sa mananeo mo kgaolong mme a kopa maitshwarelo mo go ba ba iseng ba thuswe gore ba ba ineee diatla metsing. ENDS economy_business_and_finance 3 Ba ga Mmanaana ba iphutha metlhala Morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana o rotloeditswe go iphutha metlhala go nna seopo sengwe. E rile a bua kwa Khuis mo moletlong o o neng o tshwerwe ke Bakgatla ba ga Mmanaana ba ba nnang kwa motseng oo ba kopane le bangwe-ka-bone go tswa mono gae, Aferika Borwa le Namibia ka maikaelelo a go rutana ka setso le gore ba gorogile jang mo lefelong leo, kgosi ya Moshupa, Rre Oscar Mosielele, a gwetlha ba ga-Mmanaana bogolo jang magosi go netefatsa gore ba lomaganye morafe ka gonne go dira jalo go ka tlhokomela le go dibela ngwao ya bone. O supile gore fa ba ka seke ba dire jalo ba ka latlhega jalo a ba kgothatsa go dirisa letsatsi leo go itharabologelwa. A re ba tshwanetse go itse gore e re le ntswa ba kgaoganngwa ke melelwane, ke batho ba le bangwe fela. O boletse gore go botlhokwa gore ba ga Mmanaana ba nne le dikoporase tse ka tsone ba ka bopanyang morafe wa Sekgatla. E ne e rile go le pele, moemedi go tswa Aferika Borwa, Rre Boitshwarelo Makabanyane a tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le go fa ba ga Mmanaana sebaka sa go itse ditso tsa bone. Rre Makabanyane o supile fa go tswa goo lowe botshelo jwa Mokgatla bo itshegeditse ka thuto le loruo mme a re batsadi ba tshwanetse go rotloetsa bana go itse dipilara tse go somarela ngwao ya bone. A re se, se botlhokwa ka gore go ka nna motlhofo go itshireletsa le go sireletsa dithoto tsa bone. Mongwe wa mabutswa pele a ditso tsa Bakgatla e bile e le mokwadi wa dibuka ka ditso tsa morafe oo, Rre Joseph Kalane go tswa kwa Moshupa o tlhaloseditse bokopano joo gore go na le metse e le metlhano ya Bakgatla mo borwa jwa Aferika mme a ba tlhalosetsaa fa ditso di supa gore ba ga Mosetlha ba ba kwa Mmamelodi ke bone ba ba tona mme ba latelwe ke ba ga Mmanaana-Kgatle, ba ga Kgafela, ba ga Kau le ba ga Mocha-Sekukuni ba ba nnang kwa lefatsheng la Namibia. O tsweletse a tlhalosa ka se tota se gwetlhileng gore ba kgaogane. BOKHUTLO society 9 Monna o bolailwe ke phepheng Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano o tlhokafetse morago ga go longwa ke phepheng mo monwaneng wa letsogo kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Go ya ka kgosi ya Omaweneno, Kgosi Sam Bimbo, tiragalo e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi le bone kwa morakeng mongwe gaufi le motse oo. Kgosi Bimbo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo, monna yoo a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Omaweneno mme seemo sa bifela pele mme a romelwa kwa sepateleng sa Tsabong. A re erile mo maphakeleng a letsatsi le le latelang la tshipi ka nako ya borataro mo mosong monna yoo ka go tlhoka lesego a tlhokafala. Fa a tsibogela kgang eo Mme Tlamelo Marutshe, mongwe wa baboni ba tiragalo eo o supile fa phepheng e ne ya loma monna yoo jaaka a ne a leka go baakanya fa dipodi di nwelang teng mo maitseboeng a letsatsi leo jaaka ba ne ba ile go tlhatlhela dipodi mmogo kwa morakeng. Mme Marutshe o kaile fa moswi a tlholega kwa motseng wa Gakhibana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa mme a ne a thapilwe ke batsadi ba gagwe e le modisa. O supile fa serepa sa moswi se le mo setsidifatsing sa sepatela sa Tsabong go tlhatlhobiwa ke ba bonagaka fa ba masika bone ba setse ba itsisitswe. society 9 Kgosi o rotloetsa morafe go palama terena Banni ba Taung ba kgothaditswe go dirisa terena, go fokotsa mosuke wa tsela ya Gaborone-Boatle mo mosong le maitseboa. Fa a bua mo tekodisanyong le morafe kwa Taung bosheng, mopalamete wa Ramotswa, Rre Samuel Rantuana o ne a supa fa ba ne ba bona go le matshwanedi go kopa terena mo go ba Botswana Railway. O tlhalosa fa batho ba sokola fa ba ya ditirong mo mosong le maitseboa, lebaka e le go ema nako e telele ka go bo go dirwa tsela ya Gaborone-Boatle. Rre Rantuana a re terena e thusa bapagami go goroga ka nako kwa dirong le gone go fema dikotsi mo tseleng. O ne a supa gore fa terena e simolola go tsaya batho mo Taung, dipalo e ne e le tse di kwa godimo ka gore banni ba ne ba itumeletse terena, mme mo bogompienong di fokotsegile. Banni ba ne ba supa fa dipalo di fokotsegile ka go bo go le mariga, ba tlhoka dipalamo tse di ba isang kwa malwapeng fa ba fologa terena, mme seo se dire gore ba ralale mafifi. Mopalamente o ne a kopa banni gore batle ka megopolo le maano a a ka dirisiwang gore terena e tswelele e tsaya bapagami ka e fokotsa mosuke. O ne a kopa morafe go buisanya le beng ba dipalamo tsa setshaba go rulaganya le ba Botswana Railways gore ba kgone go tsaya bapagami kwa maemelong a terana. Mo go tse dingwe, Rre Rantuana o ne a supa fa go le botlhokwa gore go nne le diofisi tsa mapodisi mo Taung ka go bo motse o setse o godile. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Lebogang Masie o ne a supa fa go na le ditsela tse di fa gare ga motse tse di senyegileng. Kgosi Masie o ne a tlhalosa fa ditsela tseo di ka baka dikotsi , mme seo se baya morafe mo patikegong. O ne a supa fa go sena dipone mo motseng, mme seo se dira gore borukutlhi bo nne bontsi. Mo go tse dingwe, kgosi o ne a gwetlha batsadi gore ba atamele barutabana go tshwaraganela le bone thuto ya bana. BOKHUTLO politics 7 Mmakaseterata o rotloetsa Re a nyalana Mmakaseterata kwa Molepolole, Rre William Modise o rotloeditse setshaba go dirisa lenaneo la Re a Nyalana ka a re le ka thusa mo go fokotseng dikgang tse di tshwenyang tsa go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana. Rre Modise o ntshitse tlhotloetso e, kwa dithuto-puisanong tsa twantsho kgokgontsho ya mo malwapeng tse di neng di tshwaretswe kwa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng bosheng. Rre Modise a re go botlhokwa gore baratani ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana e bile e le bagolo ba le dirise gore ba felele ba nyalane ka fa molaong gore ba sirelediwe ke molao. O kaile fa gantsi ba kopana le dikgang tse mo go tsone masika a kgonang go rontsha bana boswa fa mongwe wa batsadi ba bone a ka tlhokafala mme ba ne ba sa nyalana. Rre Modise a re lenaneo la Re a Nyalana le ka thusa thata go rarabolola dikgang tsa mothale o, ke gone ka moo a rotloetsang setshaba go inaakanya le lone e bile ka gape le le motlhofo go netefatsa gore batho ba a nyalana. O ne gape a gakolola basha ba ba tsenang mo manyalong a masha ba tla ka bana, go batla dikgakololo tse di tseneletseng mo barutabaneng, ba boipelego le makalana a mangwe ka a re bontsi jwa nako bana bao ba iphitlhela ba tshelela mo kgokgontshong. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Modise o gakolotse setshaba go tsaya molato wa matshosetsi a polao ka tlhwaafalo, mme a kaya fa molato o gantsi o diragala thata magareng ga baratani. O supile fa mo nakong eno borre e le bone fela ba dirang matshosetsi a polao, mme a ba gakolola gore lefoko la gore ‘ke tlaa go bolaya’ ga le a tshwanelwa go tewa ope e bile fa motho a le teile yo mongwe go na le bosupi jo bo tletseng ga go motlhofo gore o ka falola fa pele ya lekgotla la ditsheko. Mo go la gagwe, modiredi wa tsa tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen Lefifi a re ba tshwenyegile ka dikgang tsa petelelo le tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, mme fela a supa go lebega batsadi ba bipa mpa ka mabele ba sa begele makalana a a tshwanetseng dikgang tse. society 9 Samaritan's Purse e abela bana dimpho E re ka dikereke di na le seabe sa go busetsa Batswana ba ba tlhokileng lesego serodumo, Kereke ya Siloame Apostolic in Zion e ne le yone ya re bosheng ya bona go le maleba gore ba tshwaragane le ba mokgatlho wa Samaritan’s Purse o o tlholegang kwa America o maikaelelo a one e leng go godisa dikole tsa bana mo dikerekeng ka go ba oka ka dimpho. E rile a ntsha molaetsa o o faphegileng ka letsatsi la kabo dimpho e e neng e tshwaretswe ko kerekeng eo kwa Motokwe bosheng, mopalamente wa Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka o ne a lebogela ba kereke go bo ba bone go le maleba go nna le sekole sa bana, ka se ruta bana lesedi le lefoko la Modimo. Rre Ngaka o ne a supa fa tumelo e rotloetsa boikgapho mo ditirong tse di duleng mo tseleng. O ne gape a rotloetsa bana go amogela lefoko la Modimo gore ba tle ba segofale mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. O ne gape a ba gakolola fa bogosi jwa Modimo e le jwa bone mme ba tshware ka thata ka go tsena kereke go inonotsha mo semoeng. “Ke lebogela kereke e go bo e tsweletse ka go inaakanya le bana ka e le bone babusi ba kamoso, go a lebosega go bo lo ntsha bana mo mekgwatheng ka fa ba le koo ba tshabelelwa ke go diragalelwa ke dilo tse e seng tsone, ke solofela gore fa le ka tswelela ka go dira jalo e tlaa re ka moso go nne le dialogane tse di rutegileng tse di tlaa tsogang di isa lefatshe la rona golo gongwe,” a tlhalosa. Mopalamente o ne a kaya gore, gore kereke e tie e tshwanetse go inaakanya le bana le gone go abela batlhoki gore Modimo o tle o ba okeletse, mme gape a lebogela mabutswapele a kereke go bo le bone ba na le seabe mo go godisetseng bana mo tumelong ka e le bone ba ba setseng ba itse magokonyane a botshelo. E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa kereke, Rre Tuelo Kelebeng o ne a lebogela go bo Samaritan’s Purse e ba thusitse ka dimpho tsa bana, a re e le ba Siloame ba amogela botlhokwa jwa go thusa le go aga bokamoso jwa bana ka go ba ruta lefoko la Modimo ba sale babotlana gore ba tle ba golele mo moeng oo boitshepo le gone gore lefatshe leno le tle le kgone go nna le babusi ba ba nonofileng kamoso. O ne gape a supa fa kereke ya gagwe e tswa kgakala ka mowa wa bopelotlhomogi le go nna le seabe mo go busetseng ba ba tlhokileng lesego seriti. Rre Kelebeng o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa bana go tla kerekeng go tla go itseela lefoko la Modimo ka tsebe ka e le lone le le agang setho sa motho. O ne a tlhalosa fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. E ne e rile pele mookamedi wa Samaritan’s Purse, Rre Aobakwe Lesole a lebogela ba kereke ya Siloame maiteko a bone a go ruta bana lefoko la Modimo ka e le lone le le isang kwa polokong, mme a ba rotloetsa go tshwara ka natla le gore ba gogele bana ba bangwe mo tumelong. A re ba bona go le matshwanedi go thusa bana ka dimpho gore ba tle ba nonofe le gone gore ba okege go tla kerekeng. O ne a abela bana ba le masome a fera bobedi le bone dimpho jaaka dibuka tsa bana, dibolo, bompopi, dilekere, dipene le tsone didirisiwa tse di tshamekang ka kakaretso. O boletse fa mokgatlho wa bone o setse o thusitse metse e tshwana le Takatokwane, Ramotswa le Maboane ka dimpho, mme ba solofela go tswelela ka go abela metse e mengwe. O ne a supa fa mokgatlho o tshwaraganetse ditiro le mafatshe a mangwe mo go tlhabololeng Batswana le gone go ba godisa mo tumelong. O ne a bala lekwalo la ga Mareko kgaolo ya lesome, temana ya lesome le bone e e reng, ‘lesang bana ba tle go nna le seka la ba iletsa gonne boswa jwa magodimo ke jwa bone’. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Inthanete e a sokodisa kwa Letlhakeng Batho ba metsana e e bapileng le Letlhakeng ga ba jesiwe diwelang ke go kgaoga ga maranyane a inthanete mo ofising ya kwadiso matsalo, manyalo le dintsho, selo se se dirang gore ba felele ba nna lebaka ba se na dikarata tsa Omang le go direla bana ditlankana tsa matsalo. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang, mongwe wa ba ba neng ba tlhotse mo meleng ya go direla ngwana setlankana sa matsalo Mme Innah Seane wa Sesung, a tlhalosa fa ba kgona go nna sebaka se seleele mo meleng ba letetse inthanete mme ba boe ba sa dira sepe. A re kgaogo e ya inthanete e dira gore ba felele ba kolota madi a a duediswang batho ba ba diegileng go tla go kwadisa bana mme se se feletse se dira gore e nne e kete ba maoto a tshupa mo go kwadisetseng bana ba bone. Mongwe wa ba ba neng ba boa ka nyobane e sa fotlhwa, Mme Boikarabelo Phalalo wa Khudumelapye, o tlhalositse fa e sale go tloga ngwaga e e fetileng, a ntse a leka go fetola sefane sa ngwana le go direla yo mongwe setlankana sa matsalo go ntse go pala, ka ntlha ya kgaogo e ya boranyane. A re selo se se ba beile ka fa mosing ka bana ba tshwanetse go ya dikoleng mme ba tlhoka ditlankana tsa matsalo. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba nna kgakala le motse wa Letlhakeng mme ba babalelwa ke madi a sepagamo, e bile ba tlhola letsatsi lotlhe go se na se se yang maleng ka ntlha ya go tlhoka madi. A re o bona go ka nna botoka fa ditlankana tsa matsalo di ka dirwa fela jaaka karata ya Omang ka go dingalo go bona ditlankana tsa matsalo mo go feletsang bana ba felela ba tlolwa ke go ya dikoleng. Mogolwane wa ofisi ya kwadisetso matsalo, manyalo le dintsho kwa Molepolole Mme Keletso Mokgotletsi, o tlhalositse fa ofisi ya bone e boleletswe ka seemo seo mme ba le mo lenaneong la go se baakanya. Bokhutlo politics 7 Sekgantshwane sa puo Bakwena ba gakologelwa Sir Quet Ketumile Jonny Masire, Tautota wa pele wa lefatshe la Botswana jaaka mogaka, sekgantshwane sa go itse puo le ditiro tse di nang le bokao ka go goga le go betlela lefatshe leno tsela mo dikgannyeng tsa sepolitiki le tlhabololo ya botshelo jwa Motswana. Fa ba tlhalosa mo potsolosong ka fa ba gakologelwang botshelo jwa moeteledipele yoo ka teng, mongwe wa bagolo ba motse yo a kileng a tshwarelela setilo sa bogosi jwa Mokwena rre Kgosikwena Sebele, a re ga gona pelaelo gore tsela ya tsamaiso lefatshe ya nako eno e betlilwe ka ponelopele le boitsaanape jwa boetelediepele jwa motia. “Re amule ka bontsi tiriso ya mafoko mo go Sir Ketumile yo aneng ale sekgantshwane sa puo mo goneng go gwetlha batho ka dinako tsotlhe go tsibogela dipitso tsa gagwe ka maikaelelo a go nna le sebaka sa go anywa botsipa jwa tiriso puo e enang le kgogedi ebile e sena bokao ntle le go kgobera ope maikutlo”, ga tlhalosa rre Kgosikwena Sebele. A re bao baba gakologelwang ditiro tsa botsamaisi jwa nako ya puso ya gagwe ba ka mo gopola segolobogolo ka thulaganyo e e tsepameng ee neng e ilatshenyetso setshaba, matona mangwe a puso ya gagwe ane a rola marapo ka go amega mo madubadubeng a dikgang tsa tshenyetso setshaba, go itlhatswa pele maina, ka dikgang tsa lefatshe kwa motseng wa Mogoditshane. Gatwe one a dirisa thata mafoko a go re lefatshe la Botswana le tseetse puso mo “lehatlha kgoheng”, ele maiteko a go tsibogela matshwenyego a bao ba neng ba nyatsa le go tlhobaela gore seemo sa go tlhabologa ga lefatshe leno go le bonya. A re Sir Ketumile, yo aneng a tswelela a tlotlwa le go lemogwa ke mafatshe-fatshe ka tsamaiso ya puso e e lolameng, one a itshupile a le mogaka ka go nyeletsa tlhobaelo e e neng e agile mo bangweng Batswana, gore a ruri gona le yo o aka rwalang ditlhako tsa morwa kgosi, Sir Seretse Khama yo e neng ele Tautona wa pele wa Batswana. A re seo ene ya nna dikgang tsa nakwana fa tsamaiso ya ga Masire ene ya nyeletsa ka ponyo ya leitlho ditlhobaelo tseo ka go betla tsela ya go tsweledisa ka botswerere fa mogolowe aneng a eme teng. Rre Kgosikwena a re mafoko a ga Sir Ketumile a gore “Diplomacy is always better than military operations” a ne a gatelelwa ke tsela e lefatshe leno le neneg le fitlhelela ka teng ditharabololo tsa dikgang tsa lone le matshe a mabapi, a afa sekai ka kgang ya setlhaketlhake sa Sedudu e e rarabolotsweng ka kagiso kwa Kgotleng ya mafatshe ya ditsheko. Mongwe wa magosi bao ba dirileng ka lobaka ba tshwere boikarabelo jwa go tsamaisa dikgotlana mo tsamaisong ya bogosi, Mothusa kgosi kwa Lephepe Rre Gasemosarwa Lebati, ke mongwe wa bao ba ba gakolegelwang mantswe a neng a supa fa Masire ele morata kagiso a gore, “Ga rena lerumo la ntwa, mme re na fela le la gore ntwa kgolo ke ya molomo,” a re mafoko ano ene ele ago leka go bepisa maikutlo a Batswana a a neng a fuduegile, go na le go nyatsa puso gore ele maoto a tshupa go tsibogela ditlhaselo tsa maburu a Africa Borwa mo Botswana. Kgosi Lebati are lefatshe la Botswana le ne le tlhoka boeteledipele jwa seemo saga Sir Ketumile ka go lemoga fa go ipusolosetsa go ile ga befisa seemo le go baka tatlhegelo ya matshelo kwa mangweng a mafathse a Africa, mme Botswana ya ngaparela lentswe le lereng “Ntwa Kgolo key a Molomo” A re mananeo a tshwana la ALDEP le ARAP a maikaelelo magolo a one eneng ele go tlhabolola seemo sa temo, ke a mme Sebekedi a tlhalosang fa ele mangwe a Batswana ba setseng motlhala wa tema e esegilweng ke Sir Ketumile.end. BOKHUTLHO politics 7 Letsine setswerere sa go bopa Monana wa kgotla ya Ikageleng mo Selebi Phikwe Rre Prince Letsine o dirisa talente ya gagwe go itshetsa ka go dira ditshwantsho tsa diphologolo ka dipampiri. Rre Letsine o tlhalositse mo puisanong le O tlhalositse fa talente ya gagwe ya go dira diphologolo ka dipampiri tsa dikgang e le ya tlholego e bile asa e rutwa kwa sekoleng. A re o dira diphologolo tsa naga ka go farologana tse di kgabisang mo diofising le mo malwapeng. Rre Letsine o boletse fa a itshetsa ka tiro e, ka mo nakong ya gompieno asa dire gope mme tiro e, ele yone ea itebagantseng le yone go mo tshetsa. O tlhalositse fa diphologolo tse a di dirang di rekwa ke dikompone tse di ikemetseng, maphata a puso le batho ka bongwe ka bongwe go kgabisa mo diofising le mo malwapeng a bone. A re diphologolo tse a di dirileng di fitlhelwa di kgabisitse mo mafelong ka go farologana mo lefatsheng leno a tshwana Mophane Primary School kwa Gaborone, Morula English Medium kwa Selebi Phikwe, Hotel Selebi le mafelo a mangwe. Rre Letsine a re o dirisa methale e e farologaneng go bapatsa tiro ya gagwe jaaka go tsenelela ditshupo le go ipapatsa ka maranyane a Facebook. O boletse fa maikaelelo a gagwe e le go godisa tiro ya gagwe gore e nne kgwebo e e kwadisitsweng ka fa molaong ga mmogo le go ikgolaganya le makalana a puso aa ka mo thusang ka madi gore a kgone go godisa le go bapatsa tiro ya gagwe. A re le fa tiro ya gagwe e tsweletse sentle, go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone jaaka go tlhoka lefelo le a direlang mogo lone ka mo nakong ya gompieno a direla mo lwapeng. O tlhalositse fa didirisiwa tse a dirang dipholologolo ka tsone dile turu e bile a di reka kwa mafelong a a kgakala. Rre Letsine o kgothaditse banana go itshetsa ka ditalente tsa bone ga mmogo le go di dirisa go ikgapha mo tirisong botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi. O kopile puso go oketsa dithuso tse e di neelang batho ba ba itshetsang ka ditalente gore ba kgone maiteko a bone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodise a batla mmangwana Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lesea mo tankeng ya matlakala. Ramapodise wa Letlhakane Superitendent Michael Maphephu a retiragalo e, e bonwe ke badiri ba khansele fa ba ne ba theogetse ba olelamatlakala. Rre Maphephu a re lesea le, le ne le le mo polasetekenge e neng e la thining ya matlakala e eneng e le mo kgotleng ya Mokgobelele. O ne a tswelela a re ba bongaka ba rurifaditse fa lesea le ne le le dikgwedi tse tharo. Superitendant Maphephu a re o kopa setshaba gore se babatlise yo ba ka belaelang a ne a imile mme mo nakong ya gompieno mpa e sa O ne a tswelela a re banana ba ipabalele ba dirise sekausu lemefuta e mengwe ya go thibela boimana fa ba tlhakanela dikobo go itsa dikgangtsa mefuta e e tshwanang le e, kgotsa fa go setse go diragetse ba kope dithusokwa go ba boipelego le balaodi. crime_law_and_justice 1 Maun o ipaakanyetsa boipuso Kgaolo ya Bokone Bophirima e tlaa tshwara ditiro di le dintsi go ipaakanyetsa ipelelo boipuso jwa masome a matlhano E rile a bua kwa phuthegong ya babega dikgang kwa Maun bosheng, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Maun Administration Authority, Mme Angelina Leano a re ditiro tse di rulagantsweng di akaretsa letsatsi la ngwao, maitiso a mmino, mabelo a dipitse le go thuntshiwa ga dikirikete jaaka boipuso bo tlaa bo bo saletswe ke malatsi a le masome a matlhano gore bo ketekwe. O tlhalositse gore go ne ga dumalanwa gore metse yotlhe e takiwe ka mebala ya Botswana le gore khansele e tlaa thusa ka ditsompelo mo ditirong tseo. A re badiredi ba tlaa thusa metse ka go direla kwa metseng eo ka fa go rulagantsweng ka teng fa maphata a a ka fa tlase ga lephata la ofisi ya ga Tautona a tlaa thusa metse ya Mababe le Somelo. Le fa go ntse jalo, mangwe a mananeo a bone a ka nna a kgorelediwa ke go tlhoka madi mme a kopa gore banaleseabe ba bangwe le mhama o o ikemetseng ka nosi le bone ba thuse. O rotloeditse metse yotlhe e e masome mabedi e e ka fa tlase ga kgaolo-potlana ya Maun Administration Authority go ipaakanyetsa boipuso. Modulasetilo wa komiti ya boipuso Brigadier Letsogile Motsomi a re lefatshe la Botswana le itsege ka kagiso le kgololesego. A re ipelelo meletlo ya boipuso e tlaa dira gore banana ba amogele ba bo ba ithute kwa Botswana a tswang teng, ka fa a simololetseng mo legoeleleng ka teng go fitlhelela fa a leng teng ka mowa wa boipelego o Batswana ba sa bolong go o rata. Brigadier Motsomi o boletse gore go utlwisa botlhoko gore batho bangwe ba bo ba sa itse pina ya setshaba le dikano dingwe tsa setshaba. A re setlhopha sa Maun sa Bots50 se tlaa thusa mo ditirong tse dingwe mo kgaolong jaaka meletlo ya ngwao ya Otjiserandu, Mbanderu le e mengwe ka go nna le baemedi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kago ya kokelwana ya Borotsi e simolodisitswe bosheng Kago ya kokelwana ya Borotsi e e tlaa lopang P1 million e simolodisitswe semmuso bosheng. E simolodisitswe ke mothusa tona wa tsa botsogo le boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe le mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato. Kago ya kokelwana e, ke mpho go tswa kwa khamphaneng ya Lesedi Interiors. Rre Lelatisitswe o supile fa maiteko a Lesedi Interiors a tlaa rokotsa dikhamphane tse dingwe go nna le seabe le go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe. A re puso e tlhoka go thusiwa ka gore ga e kake ya kgona go dira sengwe le sengwe e le nosi ka lefatshe leno le namile e bile le na le dikgwetlho tse di farologaneng. Mopalamente Makgato ene o ne a lebogela go nna teng ga mothusa tona mo tshimolodisong ya kokelwana eo. O ne gape a leboga Lesedi Interiors go thusa ka kago ya kokelwana a re se, se tlaa thusa mo go iseng ditirelo kwa setshabeng. health 6 Ba lephata la thuto ba phepafatsa Malwelwe Ba lephata la thuto kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, ba ne ba phepafatsa motse wa Malwelwe le go abela batlhoki diaparo. E rile a amogela baeng kwa kgotleng, Kgosi Bokau Tobe wa Malwelwe, a leboga Modimo gore a bo a ba kopantse go tla go phepafatsa motse wa gagwe. Erile a bua ka moono wa letsatsi, mogolwane mo lephateng la thuto kwa Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso, o ne a supa fa Tautona wa lefatshe leno a ba romile e le badirelapuso go isa ditlamelo kwa bathong. Rre Mbuso are gore thuto e nne e e siameng setshaba se tshwanetse gore se ba tshephe, a supa fa barutabana ba tshwana le babetli ka ba a fa bana lesedi, gore ba tle ba nne se ba tlaa nnang sone kamoso. O supile fa a file barutabana ba sekolo se sebotlana sa Malwelwe gore ba batla maduo a a fetang borataro mo lesomeng mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa monongwaga, a supa gore sepe se se kwa tlase ga seelo seo ga se amogelesege. Rre Mbuso o tlhalosistse fa go tlhabolola motho go simolola ka thuto, mme go le botlhokwa go fa bana thuto ba sale ba botlana, gore e ba tshetse fa ba gola. Erile ba sena go phepafatsa motse oo, ba aba diaparo. environment 5 Diphuthego di kgothaditswe go ntsha di tsa bosome Maloko a kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church a kgothaditswe go ntsha di tsa bolesome mo dikerekeng tsa bone. Kgothatso e, e tsile ka moeteledipele wa kereke eo Archbishop Tshenolo Mautle mo thuto-puisanong ya kereke eo bosheng. Fa a ntsha lefoko la kgothatso Arch Bishop Mautle o ne a tlhalosetsa diphuthego fa go le botlhokwa go ntshetsa modimo dineo ka go ntsha dimpho ka lorato ka seo se ka thusa thata mo go ageng ditempele mo dikerekeng tsa bone. Moeteledipele wa kereke o ne a gwetlha baphuthegi mo kerekeng eo go ema ka dinao go direla modimo ka go mo ntshetsa dineo ka go dira jalo modimo a ka ba segofatsa go menaganye. O ne a kaya fa kereke eo e na le diphuthego tse dintsi mme maswabi ke gore dingwe tsa tsone le mo nakong ya gompieno ga go na fa di obamelang teng le ntswa kereke eo e sale e simologile go nna teng ka ngwaga wa 1960. Rre Mautle o ne a kaya fa go abela Modimo go sa patelediwe mme e le go supa lorato mo go ene, a supa fa go tshwanetse gore mongwe le mongwe ka bongwe a itsheketsheke gore ene o direla Modimo eng, le gore o lopa eng mo go ene se a batlang a se mo direla. O ne a ntsha sekai ka mongwe wa phuthego ya Ghanzi yo o neng a supa lorato mo modimong ka go abela kekere ya gagwe ya E. R. P Unity Church madi a a kanang ka P30 000 go thusa mo kagong ya kereke ya bone mme a kopa gore ba tsee malebela mo go ene. O kaile fa bontsi jwa balatedi ba mo kerekeng eo ba segofaditswe ka mebereko, manyalo, loruo le tse dingwe mme ba sa ikaelele go leboga modimo ka sepe. Arch Bishop Mautle o ne gape a ngongorega ka madi a phalalo a a ntshiwang ka boutsana ke diphuthego mo kerekeng eo, mme e tshwanelwa ke go duelwa ngwaga le ngwaga e e leng P30 ka ngwaga, mme a kopa diphuthego tsotlhe go ikitaya ka thupana le go tlhomamisa gore ba e ntsha ngwaga le ngwaga. Moeteledipele wa kereke ya E.R.P Unity Church Arch Bishop Mautle o ne a tlatsa ka go gwetlha baruti botlhe go dira ka natla, boineelo, lorato, bopelotelele go itlotla le gone go rera lefoko la modimo ka boammaaruri ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo go okeleng batho mo kerekeng eo. Mothusa moeteledipele wa kereke Bishop Motsumi Gadilatolwe fa a leboga o ne a kopa diphuthego tsotlhe go nna le mowa wa lorato, kutlwelobotlhoko tshwaragano le tirisanommogo ka seo se ka thusa mo go goleng ga kereke eo. Bishop Gadilatolwe yo ebileng gape e le mogaka yo o tswang kgakala le kereke o ne a fa sekai ka mafoko a monna wa senatla Solomon yo o neng a ithaopela go aga tempele le bakaulengwe ka ene ka lorato, bopelotelele le boitshoko mme modimo wa itumelela se o se dirileng, mme wa mo kopa go mo lopa sengwe seo ka se mo direlang, mme ene godimo ga dilo tsotlhe a lopa botlhale fela eseng sepe gape. O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Arch Bishop Mautle a go abela modimo dineo a kaya fa go dira jalo motho a ka segofadiwa ka tsotlhe tse ene a di lopang gore Modimo a di mo direle. Mothusa moeteledipele wa kereke ya E.R.P Unity Church Bishop Gadilatolwe o ne a gwetlha diphuthego tsa kereke eo go dira ka natla mo go ageng ditempele mo dikgaolong tse di farologanyeng tse go ka obamelwang mo go tsone. A supa fa di ka felela ditsha tsa bone ba di tseelwa ke ba lekgotla la kabo ditsha fa ba sa di tlhabolole. Bishop Gadilatolwe o ne a kopa diphuthego tsa E.R.P Unity Church go dira ka natla, go ipelefatsa le go godisa leina la mosimolodi wa kereke eo Arch Bishop Kenaleeng Katjiphaa yo o sa tlholeng a le mo botshelong. O ne gape a kopa go godisa serodumo sa kereke eo ka e ne e eteletswe pele ke senatla sa pele se se neng sa phunyelesta ka lefoko la modimo mo lefatsheng la Botswana, Aferika borwa le Namibia. O ne a kopa gape bogogi jo bosha mo diphuthegong go tshwaragana le go kopa mo go ba pele ka seo se ka thusa thata mo go direng dilo tse di tshwanang mo kerekeng a kaya fa letlhaku le lesha le agelewa mo go le legologolo. Mo mafokong a gagwe a tebogo Bishop Gadilatolwe o ne akgola thata mookamedi Mothibi yo o okamatseng kgaolo ya Ghanzi le bakaulengwe ka ene go bo ba dirile go le gontsi mo go tlhomamiseng gore thuto-puisano e atlege mo kgaolong ya bone. crime_law_and_justice 1 Maunatlala o akola ditlhabololo Banni ba Maunatlala ba akola ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi a mo go one puso e neng e file kgaolo nngwe le nngwe sedikadike sa Pula. Mo potsolosong le A re mo mading ao, ba kgonne go tlhabolola matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a le marataro ka go a dira LA2 le go aga mesele ya kgopho ya metsi mo gare ga motse. Mme Lesole o tlhalositse fa Maunatlala a tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego, bogolo jang ka nako ya dipula ntateng ya go tlhoka mesele ya kgopho ya metsi. O tlhalositse gore mo ditirong tse ba neng ba di dira go santse go setse kago ya mesele ya kgopho ya metsi a pula fa tiro e wetse mo matlong otlhe ka borataro, mme go setse fela go gokela metsi le motlakase. “Madi a re neng re a filwe a ngogola a fedile. Motlakase le metsi tsa matlo a marataro a a sa tswang go okediwa le go tlhabololwa di tlaa gokelwa ka madi a re tlaa a fiwang monongwaga,” Mme Lesole a tlhalosa. O tlhalositse gore ba saletse morago mo kagong ya mosele wa kgopho ya metsi a pula mabapi le gore ba ne ba simolotse ba dirisa matlapa a a dirileng gore go nne bonya go aga ka a ne a tsewa kgakala mo thabeng e bile a tlholosa gore ga go agwe ka matlapa mangwe le mangwe. A re tiego e e bakilwe gape ke go dirisa babereki ba Ipelegeng ba ba chaisang motshegare. Mme Lesole a re ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tsere tshwetso ya go dirisa ditena tse ba di rekang mo dikgwebong tsa mo gae go aga mesele e e setseng go fefosa tiro. Mokhanselara a re ba kgona ka popagano, morero le go nna le bogogi jo bo nang le tebelopele le boikarabelo. “Ditiro tse di neng di dirwa ka madi a Constituency Fund di tsamaile sentle e bile madi a ba neng ba a abetswe ba a dirisitse sentle go reka tsotlhe tse ba neng ba di lopile,” Mme Lesole o buile jalo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa VDC, Rre Gobusamang Kobe a re tiro ya kago ya mesele e simolotse ka Tlhakole e bile e solofetswe go wela ka Seetebosigo. Rre Kobe a re o itumelela ka fa ditiro tsa tlhabololo ya motse di tsamayang sentle ka teng e bile ba tshwaragane go isa motse wa bone ko pele. O lebogetse puso go bo e ile ya tsaya boikarabelo ja go tlhabolola magae ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi. A re lenaneo le, le santse le tsile go dira go le go ntsi a tlhalosa fa le tlhametse banni ba Maunatlala mmereko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodisi ga a robatswe ke dipolaano tsa baratani Motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, a re ga ba robatswe ke dikgang tsa baratani ba ba bolayang ba bangwe, mme morago le bone ba ikgapele matshelo. Superintendent Badisang o buile mafoko a morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo wa kgotla ya Madiba a bolae mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro mo bosigong jwa Laboraro gaufi le sekole sa Madiba Senior Secondary. A re monna yoo, yo a kileng a dira mo sepodising sa Botswana e le lepodisi la nakwana kwa Mahalapye, mme jaanong e ne e le moithuti mo sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla kwa Francistown, o bolaile mosadi yoo ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa kwa masimong a Kainangwe. Superintendent Badisang o tsweletse ka go tlhalosa fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ke batho bangwe ba ba fitlhetseng serepa sa mosadi yoo se kgophaletse mo tseleng. Fa dikgang di eme jalo, dipego tse di tswang kwa Ramokgonami di bolela fa batho bangwe ba e neng e le baratani ba bolokilwe ka mafelo a beke kwa Palapye le Ramokgonami. Rre Kepaletswe Kenosi yo e leng mongwe wa masika a mosadi, o tlhalositse fa ngwana wa ga kgaitsadie a boloketswe kwa Palapye ka Sontaga fa wa monna ene a boloketswe kwa Ramokgonami gone ka Sontaga. Monna yoo, o ne a bolaya moratiwa wa gagwe ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale kwa masimong a Ishashe gaufi le Ramopkgonami, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa. Rre Badisang o ikuela mo barataning segolo jang ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go kopa dikgakololo mo batsading, dikgosi, mapodisi le badiri ba lephata la boipelego fa ba na le dikgotlhang mabapi le tsa marato ka jaana go bolaya ba bangwe le go ikgapela botshelo e se go rarabolola mathata. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Maitseo namane ya moroba Ditlhopha tsa moopelo wa dinnoto le tsa metlae di kopilwe go nna le maitseo mo go bangwe ka bone. Fa a bua kwa dikgaisanong tseo bosheng, sebui sa tlotla sa letsatsi leo, mothusa molaodi wa Kgalagadi, Mme Peggy Kutlase o lebogetse Tautona go bo a simolodisitse dikgaisano tseo ka e ne e le go tsosolosa ngwao e e neng e nyelela gammogo le go epolola botswerere jwa bodiragatsi. O kgothaditse ditlhopha go nna le lorato, tshwaragano le tirisanommogo ka seo se ka thusa thata mo go goleng ga ditlhopha sa ba sa thusa go tlhabolola le go godisa ditlhopha. O kgadile ditlhopha tse di senyang didirisiwa tsa puso fa ba filwe maroko mo mafelong a puso, a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo mme seo se tlaa felela se tlama lephata gore badiragatsi ba ipatlele dijo, maroko le dipalamo. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Rre Oarabile Bafitlhile go tswa kwa lekgotleng la Botswana Choral Music Association, o gakolotse ditlhopha go ikokoanyetsa madi ka go dira maitiso ka seo se ka ba thusa gore ba gole le gone go ipapatsa le go itshupa mo setshabeng. Moatlhodi wa moopelo, Rre Seabe Raditladi o kgothaditse ditlhopha go dira ka natla le botswerere mo go ntsheng mantswe, go a nyalana le gone go a betla sentle ka seo se ka ba thusa go fenya kwa legatong la bofelo mme a akgolela ditlhopha go bo tsotlhe di kgonne go ranola setlhogo sa letsatsi leo. Setlhopha sa moopelo wa dinnoto sa Camel Choir sa Tsabong se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa longwa serota ke sa Letlapa go tswa Kuke mme sa latelwa ke sa Hukuntsi. Mo metlaeng, Odirile Karabo Brooks wa Logaganeng o ne a feta ka tse ditsididi a letelwa ke Tshoganetso Bojang. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Tlotlang ngwao go tlisa katlego mo matshelong-Kgosi Monni wa Majwaneng, Rre James Olesitse o kgothaditse morafe go tsosolosa le go rotloetsa ngwao a re seo se ka tlisa katlego mo matshelong a bone. O buile se fa a simolodisa semmuso letsatsi la ngwao bosheng kwa Majwaneng mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala ka fa tlase ga se tlhogo se sereng, Re Ribolola Ngwao. A re mafatshe a mangwe jaaka China a kgonne go tlhabologa ka bofefo ba ikaegile ka dingwao tsa bone le go di tlotla mme seo sa ba ba ya mo maemong a mantle go di goga kwa pele mo go tlotleng ngwao. Rre Olesitse o supile fa ngwao e akaretsa meila, ditumelo, boitsholo le mekgwa. A re bana ba tshwanetse go rutiwa ngwao le go rotloediwa go e kgatlhegela, morago ga gore Tautona wa lefatshe leno a e tlotlomatse ka go ribolola ditalente tsa dingwao tse di farologaneng lefatshe ka bophara tse mo nakong eno bontsi bo itshetsang ka tsone. O ne a kopa magosi go rotloetsa le go nna sekao mo bananeng ka go diragatsa dingwao tsa metse ya bone. Mothusa mogolwane wa lephatla la tlhabololo banana metshameko le ngwao wa kgaolwana potlana ya Palapye, Mme Tootini Mogopa a re puso e tshwere ka natla go rotloetsa le go tsosolosa ngwao ka madi a a lebaganeng le dikgaisano tsa banana le bagolo ka bongwe ka bongwe. A re thotloetso e, e tlaa tswelela ngwaga le ngwaga maikaelelo e le gore ngwao e tlotlomadiwe kwa malwapeng, dikoleng le kwa metshamekong ya banana mme ke ka moo lephata la gagwe le filweng boikarabelo jwa go itebaganya le dikgaisano tse di farologaneng tsa ngwao. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba tshosetsa go ngala ditlhopho Banni ba Ramonaka mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba boleletse mopalamente wa bone fa ba sa bone poelo le mosola wa tlhopho ya bone. E rile banni ba ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone mo phuthegong le mopalamente wa bone Rre Isaac Mabiletsa, ba supa fa motse wa bone o sena tswelelopele ka o tlhaelelwa ke ditlamelo le ditlhabololo. Ba re motse wa bone o na le dingwaga go sena diphetogo dipe tse di kalo mo go one ka dilelo tsa bone di sa reediwe. Ba boletse fa metse ya Mmathudukwane le Malolwane e tlhabologile go ba feta ntswa ba le fa gare ga yone; mme ebile ba supa fa ba le sebete se molangwana ka kgang eo. Mme Dolly Pule a re ga go nko e tswang lemina mo go arabeng dilelo tsa bone, mme ba tswa kgakala ka go kopa gore ba tsisediwe ditlamelo mo motseng wa bone. A re e setse e le dingwaga di feta masome a mane mme go ntse go tshwana fela; a tlatsa ka gore ga ba itumelele seo ka le khansele e palelwa ke go ba baakanyetsa tsela e e seng kalo. O ne a supa fa ba sena le one mogala mo kgotleng ya bone le yone koloi tota go tsamaisa ditiro tsa lekgotla. Mme Pule a re ene ga a bone mosola wa gore ba tswelele ba tlhopha ka seo se sa ba sologele molemo ka gope. A re sengwe gape se se sa ba jeseng diwelang ke mokhanselara wa kgaolo ya bone yo o tlhabololang motse wa Malolwane a tlogela wa bone. Rre Collen Nakedi le ene o ne a bua a sa kgwe mathe, a supa fa maikutlo a bone a gogomogile ka jaana go sena sepe se se tsamayang sentle mo motseng wa bone. A re sebe sa phiri ke gore palo ya motse wa bone e nnye, mme ba batla gore ba nne le mokhanselara wa bone gore kgaolo ya bone e tle e sekegelwe tsebe. Rre Nakedi o kopile mopalamente gore a tle a tlhophe mokhanselara mo kgaolong ya bone fa a ka boela ka ditlhopho tsa 2014 gore dilelo tsa bone di reediwe botoka. E rile mopalamente Rre Mabiletsa a araba banni ba motse oo, a supa fa a itse sentle ka seemo sa motse wa bone mme a kopa gore ba lemoge fa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di bereka ka thulaganyo ya lenaneo la ditlhabololo. Rre Mabiletsa a re o lela selelo se le sengwe le bone mme e bile o itse sentle gore banni ba tlhoka eng; a tlatsa ka gore o tla tswelela a ba kopela tsotlhe tse ba di tlhokang. A re puso e na le ka fa a dirang dilo ka teng, mme le fa go ntse jalo, ba seka ba tlelwa ke boitlhobogo ka tota tsholofelo e sa tlhabise ditlhong; dilelo tsa bone di tla arabiwa motlhamongwe. BOKHUTLO politics 7 Dikoporase di ka ntsha batho mo lehumeng Modiri go tswa kwa lephateng la dikoporase kwa Molepolole, Mme Kenaope Zilawe o supile fa bontsi jwa batho ba sa kgone go lemoga fa dikoporase di le bogadi bo gaufi e bile di ka ba namola mo lehumeng. Mme Zilawe o tlhalositse se mo puisanong jaaka a ne a a fa banana ba Thamaga ba maikaelelo a bone e leng go bula koporase mo motseng oo maele. A re ba lemogile fa dikoporase ka bontsi bogolo jang tse di magorogo masha di sa kgone go itsetsepela ka jaana di simolola di sena madi ape a di ka a dirisang mo ditirong tse beng ba batlang go di dira. O ne a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go nna tlhaga le go batla ditsela tsa go dira madi go ka dira gore dikoporase tsa bone di simolole go itsamaisa. A re makalana a tshwana le CEDA a ka thusa dikoporase ka madi mme a ba kgothatsa le go dirisa mananeo a puso a tshwana le YDF le a mangwe. O tlhalositse fa dikoporase tse di tsamaisiwang sentle di dira letseno le le kwa godimo mme e bile di fetola matshelo a beng ba tsone a re bopelotele le tirisano mmogo di a busetsa mo koporasing. A re go botlhokwa gore banana ba ikopanye ba dire dikoporase go fetola matshelo a bone le go kgona go nna le letseno jaaka mongwe le mongwe yo o berekang. O ne a tlhalosa fa malatsi ano, go ipereka e le selo se se ka ntshang ba le ba ntsi mo lehumeng fela fa kgwebo e tsamaisiwa ka tsela e e lolameng. O tlhalositse fa dikoporse di tshwanetse tsa tsewa jaaka dikgwebo mme e bile beng ba tsone ba di tsamaise fela jaaka dikgwebo dingwe le dingwe go ka bona maduo a tsone. BOKHUTLO education 4 Borukutlhi bo golela pele kwa Sefhare Seemo sa borukutlhi kwa Sefhare mo kgaolong ya Legare se tsweletse ka go golela pele. E rile a bua mo thuto puisanong kwa motseng oo ka Laboraro, motshwarelela mookamela mapodisi a Machaneng, Rre Makgekgenene Leano a re go thujwa ga matlo le marekisetso, dintwa le dipolaano tse gantsi di bakiwang ke nnotagi, go tlhapatsana, kgokgontsho, thekiso ya ditagi tse di seng ka fa molaong, modumo wa diletso, go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ya bojalwa gammogo le bogodu jwa leruo di ba robatse. A re mo kgaolong e a e okametseng, dipalo di supa fa motse wa Sefhare o sa robalelwa ke ditlhokwa ka o di goga kwa tlhogong fa go tsena dikgang tsa botlhoka tsebe. Rre Leano a re banana ba motse oo ke bone ba amegang mo borukhuthing jo mme go lebega ba bo dira ka thotloetso ya batsadi ba bone ka gore go bonetse gore fa ngwana a tla ka selwana mo lwapeng ntswa a sa bereke gope, motsadi o se amogela ka ‘atla tsoo pedi a sa mo tlhotlhomise gore o se tsere kae. O tsweletse ka go supa gore bontsi ja banni ba Sefhare ga ba a itlwaetsa go nna ba loma mapodisi tsebe fa ba bona seemo se se tlhobaetsang kgotsa batho ba senya. A re bontsi ja batho ba na le kgang ya gore ba tshaba bosupi ka ba na le tumelo ya gore bo a golega, selo se a supang fa se ba tshwenya thata e le ba sepodisi. Go sale foo, Rre Leano a re tiriso ya motokwane e kwa godimo thata mo bananeng mme a re se se ngomolang pelo ke gore go bonetse fa bagolo e le bone ba o rekisetsang banana. A re tiro ya bone ya go sireletsa setshaba e a ba ketefalela ka gore morafe ga o a tshwaragana le bone ntswa ba kopana le diemo tse di farologaneng tsa borukutlhi motsotso le motsotso mo motseng wa bone. O gwetlhile banni ba motse oo go ikemela ka dinao, go thusana le mapodisi go itsa go latlhegelwa ke dithoto tsa madimadi. Rre Leano o rotloeditse batsena thuto puisano go tsosolosa dikomiti tsa ntebele ke go lebele mo metseng ya bone ka go farologana, a tlatsa ka gore ba ba iseng ba nne le tsone ba tshwanetse go di tlhama ka gore di botlhokwa fela thata. O tlhalositse gore fa dikomiti tseo di le teng e bile di bereke ka fa tshwanelong, seemo sa borukutlhi se ka tokafala go menagane. O tsweletse a rotloetsa bagwebi go thapa badisa dikago kwa marekisetsong a bone. A re go tlhoka motlhokomedi fa marekisetso a sena go tswalwa go fa dikebekwa sebaka sa go thuba ba bo ba utswa. O ne gape a gwetlha banana go inaakanya le mananeo a puso a a diretsweng go ba ntsha mo mebileng gammogo le go ba inola mo lehumeng gore ba tsoge ba na le bokamoso jo boeletsegang. crime_law_and_justice 1 Moletlo wa Domboshaba o supa kgatelopele Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ngwao wa Domboshaba, o supile kgolo le tokafalo ka jaana monongwaga go ne ga nna le metseletsele ya ditiragalo pele ga letsatsi le legolo la moletlo oo. E ne ya re mo malatsing a le mabedi pele ga letsatsi la moletlo la Phalane a le malatsi a le mararo, ga nna le ditiragalo dingwe tse di neng di akaretsa maitiso a ngwao, dikgaisanyo tsa mabelo, le metshameko ya dibolo ka go farologana. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Malei o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go atumetsa metshameko kwa bathong bogolo jang banana le go ba tsenya mowa wa go inaakanya le metshameko. A re go lemogilwe fa metshameko e le botlhokwa mo matshelong a batho fa go lebeletswe mo tshidilong ya mebele le gone go rotloetsa botsalano le mowa wa kgaisanyo magareng ga batshameki le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ga tsone. Rre Malei a re go a itumedisa go bona monongwaga go nnile le metseletsele ya ditiragalo go tlhagolela moletlo oo tsela. Go tlhalosiwa fa metshameko eo e ne e rotloediwa ke lephata la banana, metshameko le ngwao le le ntsheditseng kgaisanyo eo P30 000, fa mabelo one a rotloeditswe ke First National Bank ka P180 000 go dirisiwa mo kgaisanong eo mo dingwageng tse tharo ka tatelano go simolola ka kgaisano ya monongwaga. Metshameko e e neng e le teng go jesa matlho a babogedi monate ke kgwele ya dinao, bolotloa le tse dingwe jaaka volleyball, mme bafenyi go tswa mo metshamekong eo ba ne ba iponela P3 000, mme ba maemo a bobedi ba ikgapela P2 700, fa ditlhopha tsa maemo a boraro le bone di itswetse ka P2 300 le P2 000. Mo motshamekong wa kgwele ya dinao, bommampodi ba kgaisano ya Domboshaba, e nnile setlhopha sa Nswazwi, se longwa serota ke sa Vukwi, fa ditlhopha tsa Tumediso go tswa Matshelagabedi le sa Nshakashogwe tsone di dule ka maemo a boraro le bone ka go latelelana ga tsone. Mo motshamekong wa netball, maemo a ntlha a tserwe ke setlhopha sa Mambo, fa a bobedi a gapiwa ke sa Milikani Netball Club go tswa Kgari, fa maemo a boraro le bone a tserwe ke Happy Hearts go tswa Ditladi le Kulenyane go tswa Matshelagabedi ka tatelano. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba rotloediwa go tlhagafalela thuto Baithuti ba lekwalo la bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go itse fa go le mo maruding a bone go itirela bokamoso jo bo phepa ka go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo. E rile a ema baithuti ka lefoko la kgothatso, moeteledipele wa mokgatlho wa All Brilliant Minds o o itebagantseng le go tlhabolola maduo a baithuti mo dikoleng tsa lefatshe leno, Rre Goitsemang Khutsafalo, a supa fa botshelo e le kgwetlho mme go ikanya thuto e le yone fela tsela e e ka bulelang motho dikgoro tsa botshelo. Rre Khutsafalo o boletse fa motho ka boene a ka ikgethela gore o batla bokamoso jwa gagwe bo nna jang, ka go tsaya ditshwetso tse di maleba ka nako ya gagwe ya bonana le go ikgapha mo go tsotlhe tse di ka mo senyetsang bokamoso tsa ba tsa mo digela ka lemena. O kgothaditse botlhe ba ba golelang mo diemong tse di thata di tshwana le botlhoki le bohutsana go tlhaloganya fa seo se ka seke se ba paledise go fitlhelela ditoro tsa bone, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa motho. Rre Khutsafalo o tsweletse ka go lemotsha baithuti fa e le bone ba ka fetolang seemo sa itsholelo ya malwapa a bone, mme a ba gwetlha go nna le toro ya gore ba batla go nna eng mo botshelong le go itse lebaka la gore ke eng ba tsena sekole. E ne e rile go le pele, mogokgo wa sekole seo, Rre Kgaogano Pagiwa a tlhalosa fa sekole seo se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya kwelotlase ya maduo a baithuti, selo se a reng se bakiwa ke go tlhoka tshwaragano magareng ga barutabana le batsadi ba baithuti. Rre Pagiwa o ne a supa fa mo maduong a lokwalo lwa bosupa a ngwaga o o fetileng ba sa dira sentle gotlhelele ka ba tsere 44% mo maemong a A, B le C, mme a kaya fa go tlhokana le gore batsadi ba ba eme nokeng ka seo e le thulaganyo e e tsepameng e e ka thusang go tokafatsa seemo sa maduo a bana. E ne ya re a tswa la gagwe, modiredi go tswa mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen Lefifi a tlhalosa fa ba tshwentswe thata ke dipalo tsa baithuti ba ba tlogelang sekole ntle le mabaka ape. O boletse fa ba leka ka bojotlhe go leka go lemotsha baithuti ka bomosola jwa thuto ka jalo ba bone go le maleba go rulaganya letsatsi le le itebagantseng le go fa baithuti ba lokwalo lwa bosupa lefoko la kgothatso pele ga ba ka kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa lokwalo lwa bosupa. A re ka jaana thuto e le khumo e motho a ka sekeng a e amogwa ke ope, go botlhokwa gore ba-na-le-seabe botlhe go akarediwa batsadi le barutabana ba nne seopo sengwe go betlela bana bokamoso ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba kamoso. education 4 SPEDU e tla a baka ditlhabololo Mogolwane wa Selei Phikwe Economic Diversification Unit (SPEDU), Rre James Mathokgwane, a re lekalana la gagwe le tla a dira ka bojotlhe go thusa banni ba metse e e welang ka fa tlase ga SPEDU gore tse ba di lorang ka metse ya bone di diragale. Rre Mathokwane o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Maunatlala ka Labobedi (Ngwanaatsele 3). A re SPEDU e itebagantse gape le go tlhabolola ditlhopha tse di saletseng kwa morago jaaka basadi, banana le ba-na-le-bogole mme ba ba kopang dithuso ba tla a di fiwa fela fa ba ka ipopa ba dira ditlhopha. Ka jalo a re gore setlhopha se se ipopileng seo se fiwe dithuso ke SPEDU, se tshwanetse sa bo se na le molao motheo a bolela fa molao motheo oo e tlaabo e le yone tsela le boammaaruri ya gore ba bone dithuso tsa madi. Rre Mathokgwane a re fa setlhopha seo se sena go nna se tshwanetse se rutuntshiwe gore se tla a bo se tsamaisa dilo jang le gore maikarabelo a sone ke eng. A re setlhopha sa motse (trust) ga se a tshwanela go kganela setlhopha sepe go nna teng ka ba se mo ntweng ka maikaelelo a setlhopha sa motse e le a dikeletso tsa banni ba Maunatlala. A re go setse go na le tema e e bonalang mo mosepeleng wa lekalana la gagwe wa go direla banni ditiro le go tlhabolola metse. A re go na le dipatlisiso tse di dirilweng mme di itebagantse le dikgwebo tse di ka kgonagalang kwa mafelong ka go farologana jaaka tsa bojanala jwa matamo le tsa temo ya nosetso. O tlhalositse fa Maunatlala a ka siamelwa ke temo ya nosetso ka jalo go setse go na le lefelo le le setseng le bonwe le temo eo e tla a dirwang mo go lone mme metsi a tsewa mo tamong ya Lotsane. A re mo ditemeng tse di tla a lengwang go tla a seegelwa di le lekgolo fa thoko tse di tla a newang setlhopha (trust) sa banni ba Maunatlala gore ba di leme mme ba itlhamele ditiro. A re ditema tse makgolo a le mabedi le masome a matlhano e tla a nna tsa balemi ba batona fa ditema di le lekgolo e tla a nna tsa ditlhabololo di tshwana le ditsela le motlakase. O ne a rotloetsa banni go tlhoafalela go kopa ditema tseo mme ba leme dijwalo di tshwana le ditamati ka di tsile go tlhokafala mo komponeng e e tsileng go bulwa kwa Selibe Phikwe e e tla a bong e le e e dirang tse di jewang ka go farologana mme di dirwa ka tamati. O ne a itsise banni fa e tla a re mo bogaufing ba SPEDU ba kopane le ba moepo wa BCL ba ntshe madi a selekanyo sa P2 million go emisa (harvest) mosi o o kwa Selibe Phikwe go dira tse di farologaneng ka one. A re mosi oo go ka kgonagala gore o nne le mosola ka o ka kgona go dira monontshane mo mmung. Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a rotloetsa banni ba Maunatlala go ema ka dinao mme ba dire tse ba gakololwang go di dira gore ba kgone go anywa mo go ba SPEDU gore motse wa bone o nne le diphetogo bogolo jang tsa ditlhabololo le kwa ba obang letsogo teng. politics 7 Banni ba leboga mopalamente Banni ba Masunga le Letsholathebe mo kgaolong ya Tati Bophirima ba lebogetse mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Charles Tibone ditlhabololo tse di nnileng teng mo metseng ya bone mo lebakeng la gagwe fa e le mopalamente wa bone. E rile ba akgela mo diphuthego tsa kgotla di tshwerwe ke Rre Tibone banni ba metse eo ba supa fa motlhala wa mopalamente o bonala o o supiwang ke ditiro tse di dirilweng ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, ba tlatsa ka gore le yone tirisanyo mmogo ya gagwe le bone e ne e le e e nametsang. Banni ba re bangwe ba ka tsaya gore go sa bonaleng ga ga rre Tibone kgapetsakgapetsa mo kgaolong e le boitseme, ba re ga go a nna jalo ka a bo a itebagantse le go tsomela kgaolo, ba re o tshwanetse a tshwantshanngwa le rre a ile mmerekong go batlela bana dijo. Maikaelelo a diphuthego tsa ga rre Tibone, e ne ele go laela banni ba metse eo le go ba lebogela seabe se ba nnileng le sone mo ditlhabololong tsa metse ya bone, ka jalo banni ba ne ba mo akgolela seo, ba re ba a balwa baeteledipele ba ereng ba latlhela ba ipha matsapa a go tsamaya a laela. Fa a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Maruje III o ne a re fa moeteledipele a sa dire sentle go tshwanetse ga salwa tsamaiso morago mme a biletswa kwa botlhokong go sugelwa teng go na le gore a kgomogelwe fela. Kgosi Maruje III o ne a supa botlhokwa jwa gore baemedi ba dirisiwe ka fa tshwanelong, a tlhalosa fa ene a kgonne go dirisa mopalamente Tibone le mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, rre Ronald Zwinila, selo se a boletseng se sologetse motse wa gagwe molemo mabapi le tsa ditlhabololo. O ne a bo iteela legofi lenaneo la ipelegeng, a re le dira pharologanyo mo matshelong a batho mo gae, ka ba kgona go tshegetsa mala. Kgosi Maruje o ne a bo a lekodisa mopalamente ka dikgang dingwe tse di ba tshwenyang tse jaaka go baakanngwa ga dikoloi tsa puso, a supa fa go na le dikolo tsa makgotla a Setswana mo kgaolong di le lesome le bone, tse di saleng di phekile di emetse go baakanngwa. A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke e e mabapi le difolaga tsa makgotla mangwe a Setswana mo kgaolong, tse di lalang di pegilwe go sa obamelwe molao wa go tlotla folaga ya lefatshe leno, wa go e folosa le go e pega ka dinako tse di beilweng. Kwa motseng wa Gambule, banni ba ne ba ngongoregela go bo motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong, ba kaya fa metse e e tlhomilweng morago ga wa bone e godile e bile e gatetse pele mo ditlhabololong. Ba supile fa motlakase o beile banni ba bangwe ka fa mosing ka jaana o sa phatlaladiwa mo dintlheng tsotlhe tsa motse.mMonni mongwe wa Gambule, Rre Darlington Machaina o ne a tswa ka mogopolo wa gore boemong jwa thulaganyo ya Tirelo Sechaba, bogolo madi ao a dirisiwe go isa bana bao kwa dikolong, go ithuta dithuto dingwe tse ba ka itshetsang ka tsone. Bokhutlo politics 7 Lesoso Solar e tlaa fetlha motlakase Koporase ya Lesoso Solar Multipurpose e ikaelela go fetlha motlakase wa marang a letsatsi mme e thuse batho. Mafoko a, a builwe ke mogokaganya ditirelo tsa koporase eo, Rre Lister Tlale, mo potsolosong bosheng. Rre Tlale o ne a tlhalosa fa lefelo le le fetlhang motlakase le, le tlhomilwe kwa Tobela mo kgaolong ya botlhophi ya Shoshong mme le araba matshwenyego a tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno gammogo le mo kgaolong ya bone. A re e re ka marapo a go phatlalatsa motlakase a rwelwe ke Botswana Power Coorporation, tiro kgolo ya Lesoso Solar e tlaa bo e le go fetlha motlakase fela, o bo o fetisediwa kwa go ba ba maleba go o phatlalatsa. A re lefelo le, le le tlaa simololang go dira mo nakong e e sa fediseng pelo, le beilwe fa thoko ga tsela ya Shoshong/Mahalapye go dira gore kgokelo ya motlakase e nne motlhofo go tsenngwa mo dipaleng tsa motlakase. A re se, se na le bokgoni jwa go godisa itsholelo le serudumo sa Tobela, a tlatsa ka gore go na le kgonagalo ya koketsego ya kgwebo le bojanala mo kgaolong eo. “Ke bua jaana ke lebile bokete jwa batho jo bo neng bo tsholegetse go bona lefelo le mo moletlong wa maloba.’ Mo godimo ga moo, banni ba Tobela ba tlaa nna le sebaka sa go bona ditiro. E ikaelela go tsena mo mohameng wa temo-thuo, selo se Rre Tlale a tlhalositseng fa e le nngwe ya dintlha tsa bogwebi tse mmuso o di rotloetsang. A re go lemosegile gore dijo ka bontsi di tsewa kwa mafatsheng a sele ka selekanyo se se kwa godimo, sebe sa phiri e le gore ke tse Batswana ba ka di itemelang. Dingwe tsa dijo tse di akaretsa mabele, mmidi le merogo, tse a reng mo nakong ya gompieno di rekwa kwa mafatsheng a tshwana le Australia go tsisiwa mono. Rre Tlale a re koporase e tlaa rekisa dingwe tsa dijo tse kwa Botswana Agricultural Marketing Board fa tse dingwe di tlaa rekisediwa mabankele a matona. Fa go tla mo go tsa thuo, o tlhalositse gore ba tlaa tsena mo thuong le thekiso ya dikgomo, le go rua dipodi tsa mashi, a tlatsa ka gore go ya ka dipatlisiso, go lemosegile fa mafatshe a Europe a na le kgatlhego mo mashing a dipodi, ka jalo ba tsile go di rua ba bo ba rekisa mashi a teng. Go ya ka Rre Tlale, ditiro tsa mofuta o di na le bokgoni jwa go tsholetsa itsholelo ya kgaolo le go tokafatsa matshelo a banni. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Kamo le Kamo e agela motlhoki Mothusa mokwaledi mogolo mo lephateng la Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o akgoletse kereke ya Assemblies of God go busetsa seriti sa mokaulengwe wa bone, Mme Keresepe Pitlagano. O ne a bula semmuso ntlo ya ga Mme Pitlagano yo o ntseng a sena boroko jo bo siameng kwa kgotleng ya Extension 1 kwa Palapye bosheng e e agilweng ke phuthego ya Assemblies of God e e itsegeng ka go bidiwa Kamo le Kamo. Rre Kaboeamodimo o boletse gore kereke ya Assemblies of God e agetse mosako lefoko la ga Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama ka go agela Mme Pitlagano bonno jo bo eletsegang. A re ka go dira jalo ba file Mme yo tlotlo le seriti se puso e se eleletsang Batswana botlhe. Rre Kaboeamodimo o rotloeditse Batswana go tswelela ba thusa Batswanaba ba tlhokileng lesego. A re ntlo ya ga Mme Pitlagano e tlaa nna sekao le bopaki jwa lorato lwa maloko a kereke eo e bile e tlaa nna motswedi wa setho sa Batswana. O ne a kopa Modimo go segofatsa ba ba tsentseng letsogo mo kagong ya ntlo e o. Mogolwane wa kereke eo Bishop Raphel Habibo o ne a tlhalosa fa Batswana ba tiisiwa moko kego bona Tautonaa abela Batswana dithuso ga mmogo le go ba lekola mo malapeng. Mme Pitlagano o lebogetse ntlo ya gagwe thata a re kereke e mo tsholeditse seriti ya mo inola mo seretseng e bile o mo seemong se se eletsegang. Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseralele Goya o ne a re batho ba tshwanetse go ipotsa gore ba ka direla lefatshe la bone eng, e seng gore lone le ka ba direla eng. Rre Goya o boletse fa a eletsa Palapye a nna toropo ya borataro ya lefatshe leno. A re gore toro e e atlege go tlhoka gore go tsewe kgato ya ntlha e tshwana le ditlhabololo tsa mofuta wa ntlo e e agetsweng Mme Pitlagano. BOKHUTLO society 9 Khansele e busetsa seemo mannong Khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau e simolotse thulaganyo ya go phepafatsa tikologo ka go itebaganya le dikgwebo tse di seng ka fa molaong, e bile di leswafatsa tikologo. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane o ne a supa fa ba tsere tshwetso go itepatepanya le go busetsa seemo mo mannong ka go tlhomamisa gore bagwebi ba ba botlana ba obamela melawana ya thekiso. Mokwaledi wa khansele a re ba tsere tshwetso ya go phepafatsa motse ka go rutlolola dikgwebo tse di seng ka fa molaong, tse di ikadileng mo thoko ga ditsela ka go lemosegile di direla ditiro tsa borukutlhi le gone go leswafatsa tikologo. Rre Kgabanyane a re go thelesegela ka bokete ga dithaere tseo mo motseng wa Molepolole di tsewa kwa lefelong la matlakala la ga Modubu ka maipato a gore di ya go busediwa mo tirisong, go dira ditilo, go thabolola matshelo a banana segolobogolo go a tshwenya. A re e re ntswa ba tshwentswe thata ke gore thulaganyo eo, e fapogile se e kabong ele maikaelelo a mantle a go tokafatsa matshelo a batho, ba lemogile gape fa di busediwa mo dikoloing, seemo se seka nnang diphatsa le go feta mo matshelong a bapalami. O tlhalositse fa jaanong ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore dithaere tseo di a busediwa le go tshubiwa kwa lefelong la matlakala. O tsweletse ka go tlhalosa fa thulaganyo eo e sena go ama fela barekisi ba dithaere, mme e ya go itebaganya gape le bagwebi ba ba botlana ba ba momekgwatheng ba ba rekisang dijo tse di apeelwang mo mekgwatheng le go tlhoma metlaagana ya sennela ruri. Le fa go ntse jalo, Rre Kgabanyane o tlhagisa bagwebi ba ba botlana go rotloetsega go sala tsamaiso morago ka go ipha sebaka sa go rutlolola metlaagana eo, pele ga letsogo la molao le ba ama mo bekeng etlang. A re e re ntswa dingwe tsa dikgwebo tseo di dira ntle le diteseletso, ba tshwenngwa segolobogolo ke gore di fetotse seemo sa tebego ya motse ka mekhukhu ya sennela ruri e agilweng mo pele ga mabenkele. Rre Kgabanyane a re o tlhaloganya ntlha ya gore batho bao ba abo ba leka go dira matshelo, mme a supa botlhokwa jwa go dira jalo ka go obamela melawana ya khansele ya go tsamaisa dikgwebo. Mogolwane wa mapodisi a Molepolole Superintendent Charles Mbengwa o tlhomamisitse fa ba tshwaraganye le khansele mo maitekong a go kgalema tlolo molao eo, ka go rutlolola dikgwebo tsa bo maipaafela e bile di se ka fa molaong. BOPA society 9 Makhanselara a ngongorega ka ditsela Makhanselara a Kgatleng ba ngongorega ka ditsela tse di seng mo seemong se se siameng sogolo jang tse di tshwaraganyang Olifant’s Drift le Ramotlabaki, Leshibitse le Mosomane. E rile makhanselara a akgela mo puong e ba neng ba e beilwe pele ke modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi ka Labobedi, ba supa fa ditsela tse di golaganyang metse eo di baya matshelo a batho diphatseng mme e bile di senya dikoloi. Fa ntsha la gagwe, mokhanselara wa Mosomane Botlhaba, Rre Thonana Kegapetswe, a re dipula tse di neleng monongwaga di gakaditse seemo sa tsela e e tshwaraganyang Mosomane le Kgomodiatshaba, a tlatsa ka go supa fa e tlhotlhorile dikoloi tsa khansele. A re fa pula di nele jaana tsela eo ga e tsamaege gotlhelele. A re khansele ga e sekegele seemo se tsebe le ntswa se le borai thata, ka e bile e feditse le dikoloi tsa mmuso, a tlatsa ka go kopa modulasetilo gore bogolo ba ba tswe thuso ka go ba agelwa melelwane e e tlaareng fa dipula di nele thata e gogope metsi ea ntshe mo ditseleng ka jaana dingwe e setse ele megobe. Mokhanselara wa Oliphant’s Drift Rre Letsebe Letsebe le ene o ne a lela selelo se le sengwe tebang le tsela ya motse oo le Ramotlabaki. Mokhanselara wa Bokaa Rre Gerald Bodika, ene a re botsogo jwa Batswana bo mo diphatseng ka jaana balwetse ba tsewa madi gore a ye go tlhatlhobiwa mme fa ba setse ba tla go tlhola maduo, gore ba itse seemo sa bone kana gore b aka tswa ba lwala eng, go nna le dikgang tsa gore maduo ao ga a bonwe mme ka jalo ba tshwanele ke go tsewa madi gape. A re se ga se a siamela botsogo jwa bone ka bangwe ba felela ba latlhegelwa ke matshelo ka mabaka a go tlhoka go bona thuso ka nako. O ne a bolela gape fa letlhoko la dipalamo kwa dikokelwaneng le lone ele kgwetlho fela e tona ka gore balwetse ba kgona go nna lebaka le leleele ba emetse koloi ya kokelo go ragosediwa kwa kokelong, a tlatsa ka gore seo se baya botsogo jwa bone mo diphatseng. Makhanselara ba kopile modulasetilo go sekaseka diemo tse gore setshaba se tle se bone dithuso tse di maleba le go somarela matshelo a bone. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mmuso o dirisitse diketekete mo ISPAAD Mogolwane wa balemise kwa kgaolong ya Machaneng Mme Basetsana Bagwasi, o boletse fa lephata la temo-thuo le dirisitse P2 326. 768.80 go lema ditema di le 21540.24 ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2013/14. Mme Bagwasi o boleletse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong gore mo ditemeng tseo, di le 4227.14 ke tse di lemilweng ka ditselana. A re mo ditemeng tseo di le 7713.76 ke tsa mabele, tsa mmidi di 5892, fa tsa lebelebele tsone di le 480.45, tsa dinawa di 2674.86 mme tsa ditloo tsone di 1646.12. Mme Bagwasi o tlhalositse fa dingwe tsa dijwalo tse di lemilweng ke balemi ba kgaolo ya Machaneng ele tse di akaretsang manoko, maphutshe, magapu, furu ya dikgomo le marotse a balemi ba ka a dirisang go dira jeme. A re le fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lemile ka mmetela , sebe sa phiri ke dipula tse di gosomaneng ka bokete le sefako se a tlhalosang fa se bakile tshenyo e ntsi kwa masimong a Moshopha le Maape. O rile le fa balemi ba kgaolo eo ba ne ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga diterekere le dipula tse di phaitseng morago ga nako, gone o itumelela gore batho ba kgaolo ya Machaneng ba dirisitse lenaneo la ISPAAD go ntsha dijo tse ba tla itshetsang ka tsone le ba malwapa a bone boemong jwa go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng. Mme Bagwasi o tsweletse ka go tlhalosetsa ba lekalana la dikgang la BOPA gore batho ba ba sa ikemisetsang go lema ka ditselana gammogo le ba ba phuagantseng masimo go ya go bereka mo Ipelegeng ga ba na go thusiwa ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa temo wa 2014/15. O kgothaditse botlhe ba ba kgonneng go lema go ipaakanyetsa ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo eo tse di tla ketekwang kgwedi ya Phatwe e rogwa go tsena e tlhola malatsi ale mararo ka go isa disupiwa tsa bone go ikgapela dietsele le dimpho. Mme Bagwasi o kopile balemi ba kgaolo ya Machaneng go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go ikwadisetsa dipeo le go tsosolosa diterata tsa masimo go itsa loruo go senya dijwalo mo masimong. O kgaletse beng ba dikgomo go tlhoka go tlhatlhela loruo mo masakeng mo le felelang le senyetsa ba bangwe dijwalo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Phetolo maitsholo eka tsisa maduo Mogokgo wa sekole se se botlana sa Motokwe, Mme Seikgopi Mphothwe o kopile banni ba motse wa Motokwe go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole ka botswapelo le gone go ikgapha mo go direng ditiro tse di sa ba lekanang. O boletse se ka Labotlhano kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o diretswe go rotloetsa bana ba ba gaisitseng ba bangwe mo dithutong tsa bone. Mme Mphothwe o ne gape a tswelela a supa fa sekole se sa ntshe maduo a a kgatlhisang ka ntlha ya gobo go na le palo e ntsi ya bana ba ba tswang mo sekoleng ba ya go nna kwa merakeng. O ne a supa fa go sa ntse go na le batsadi ba ba tseelang bana ba bone kwa masimong go ya go ba berekisa, mme a re selo se se ba rontsha tshwanelo ya bone ya go ithuta. Mongwe wa dialogane tsa sekole seo Rre Rapelang Modise o ne a rotloetsa baithuti go dirisa sebaka sa bone se ba se filweng go tsena sekole. O ne gape a ba rotloetsa gore ba nne le ditoro tse ba di beileng gore ba tle ba di fitlhelele go na le gore ba tsenele sekole mo legoeleleng. O ne a kaya gape fa boitsholo le jone bo le botlhokwa fela thata ka bo ka ba thusa go nna sekao mo setshabeng le gone go tsweledisa mowa wa popagano. O ne a rotloetsa batsadi gore ba tseye thuto ya bana ba bone ka tlhwaafalo. O ne a kaya gape fa go sa ise bana sekoleng le gone go diya ditlhabololo ka ditlhabololo di tsisiwa go lebilwe palo ya bana. E rile a bua la gagwe, Rre Peo Mongana yo e leng mogolwane wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a supa fa dipaka e sa tlhole e le tsa maloba tse batsadi ba bone ba neng ba ba baya fela kwa morakeng ba ba itsa go ya dikoleng. O ne a kopa batsadi go isa bana ba bone kwa dikoleng tsa bananyana go ba bula ditlhaloganyo ba sale bannye gore e re ba fetela kwa lekwalong la bongwe ba bo ba kgona go bala le go kwala. education 4 Temo e a nametsa kwa Tutume Seemo sa temo kwa kgaolong potlana ya Tutume se a nametsa. Se se builwe ke rabalemisi wa kgaolo eo, Rre Namati Thapelo mo potsolotsong bosheng. O ne a tlhalosa fa balemi ba tshwere temo ka mashetla le ka manontlhotlho. A re ba setse ba lemile diekere di le makgolo a le lesome mo nakong eno, a tlatsa ka go tlhalosa fa balemi ba sale ba simolotse go lema kgwedi ya Ngwanatsele e rogwa ka dipula tsa matlakadibe tse di neleng kwa Maitengwe. Rabalemisi a re seemo sa didirisiwa ga se a ba tshwenya thata, fa e se fela letlhoko la dipolantara, a tlatsa ka gore se ga se a ka sa kgoba balemi marapo. A re bangwe ba lema ka dikgomo fa bangwe ba lema ka ditonki, mme a tlatsa ka gore leuba ga le a ka la ama diruiwa tse tsotlhe; dingwe di ne tsa kgona go lepalepana le lone. Rre Thapelo a re balemi ba ne ba kgatlhegetse go lema ka ditselana, fa e ne e se ka go anamisiwa ga molaetsa lefatshe ka bophara gore batho ba leme ka go gasa ka diatla go alola bokgola jwa dipula. Le fa go ntse jalo batho ba ne ba seka ba tlhola ba re kamoso, ke ba simolola go gasa dipeo ka diatla. “Temo ya kgaolo e, e wela kgwedi ya Tlhakole e le lesome le botlhano,”go bua jalo Rre Thapelo. A re mo nakong ya gompieno ga ba ise ba nne le dikgwetlho dipe tsa diji, fa e se fela sebokwana sengwe se se neng sa utlwalelwa kwa kgaolong ya Nata/Gweta, mme ba ne ba se fefogela, ka jalo seemo sa boela mo taolong. Rre Thapelo o rotloeditse balemi go nna kwa masimo go leta, a tlatsa ka gore fa batho ba ya kwa masimo ba ithulaganye go ikilela mo dirukutlhing tse di tshwenyang kwa masimo. O rotloeditse balemi go ipega kwa balemising nako e sale teng fa ba sena go fetsa go lema gore ba thaelwe masimo go tla go bona dituelo. A re balemi ba tsile go duelelwa mo mabolokelong a bone a madi kwa dibankeng, a re ba ba senang one ba ise meriti ya bone e e rurifaditsweng ka fa molaong kwa balemising go tla go duelwa ka dicheke. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a kopa barui go ya go bona dikgomo Mookamela mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, o kopile barui go ya go bona dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu kwa lesakeng la sepodisi. A re ba tshegeditse dikgomo di le lesome le boferabongwe tse ba di fitlhetseng mo diatleng tsa borre bangwe kwa merakeng ya Selokolela. A re dikgongwana tseo di supa fa di tlhaotswe mo go bo mmaatso. Supt Matlapeng o boletse gore borre bao, ba ba dingwaga di fa gare ga masome a mararo le bobedi le masome a marataro le boraro mme ba tlholega kwa Maisane, ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme ba santse be le mo diatleng tsa mapodisi go thusa go tsweledisa ditlhotlhomiso. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Matlapeng o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba itshwere sentle morago ga go bulwa ga madirelo a bojalwa. A re bareki le barekisi ba supile fa ba tlhaloganya melawana ya thekiso ya bojalwa ka jaana go nnile le tirisanyommogo. Le fa go ntse jalo, o kopile setshaba gore jaaka go simolodisiwa melawana e mesha e mo go yone go okeditsweng dinako tsa thekiso, ebile go letlelelwa gore batho ba ka nwa ba ntse fatshe, tirisanyommogo eo e tswelele go itsa go anama ga segajaja sa COVID-19. O gakolotse bagwebi le bareki gore ba sale ditsamaiso tsotlhe morago mme ebile ba netefatse gore go a katologanwa le fa go nwelwa mo madirelong. crime_law_and_justice 1 Puso e tshwenngwa ke tshireletsego ya baagi ba ba mo molelwaneng Tona wa lephata la di-tswa mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tlhomamiso kgotetso, Rre Eric Molale a re puso e tshwentswe ke tshireletsego ya banni ba ba agileng go bapa le melelwane bogolo jang mo Borolong. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Dikhukhung a re mafatshe a Botswana le Afrika Borwa a dumalane gore a amogane go baakanya tereta ya molelwane, mme gangwe le gape fa tereta e sena go baakanngwa e a utswiwa, mme se ke tatlhegelo. O tlhalositse fa dikgomo tsa Barolong le tsone di felela di tlolela kwa Afrika Borwa, mme se se babalela barui mo go di lateleng, ka ba taolo ya matlhoko a loruo ba di tshwara. Tona Molale o ne a gakolola baagi go dirisa mananeo a puso, a re baagi ba tlogele go hudisa mo nokeng, ba tseye mananeo a tshwana le LIMID ba epe didiba ko go babalesegileng. Rre Molale a re se sengwe se se tshwenyang ke bogodu jwa dikoloi, tse di tlodisiwang e seng ka fa mokgweng mo molelwaneng. Rre Molale o ne a kgalemela banni gore e ne e re fa mapodisi a le mo motlhaleng wa dilalome tse di utswang dikoloi ba kata ka morago gore ba seka ba gobala. O rile banni ba Dikhukhung ba tsee tshireletsego ya matshelo bone ka tlhoafalo ka ke yone e tlang pele. environment 5 Dikomiti tsa ditlhabololo di a dirisanya Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makwate le dikgosana tsa motse oo, ba dumelane mo phuthegong e ba neng ba e kopanetse le kgosi Ambros Ramosweu wa Machaneng fa ba tla simolola go dirisana mmogo le go tshwaraganela ditiro tsa motse wa bone. Ba komiti ya ditlhabololo le magosana a motse wa Makwate ba tsere tshwetso ya go dirisana mmogo, morago ga gore kgosi Ramosweu a supe fa go tlhoka tirisano mmogo ga bone ele baeteledipele ba morafe ele dingwe tse di ka kgaoganyang setshaba le go busetsa ditlhabololo tsa motse wa bone kwa morago. Kgosi Ramosweu o tlhalositse mo potsolotsong le lekalana la motswedi wa dikgang wa BOPA fa kgotlhang fagare ka komiti ya ditlhabololo le dikgosana tsa motse wa Makwate e bakilwe ke gore maloko a komiti ya VDC bane ba tsere tshwetso ya go tsena botlhe mo komiting e baakanyetsang moletlo wa boipuso le kamogelo molelo wa kgolagano. A re magosana ane a seka a dumlana le tshwetso ya komiti ya VDC ka ba eleditse gore batho ba ba ka tsenngwang mo komiting ya boipuso e ka nna modulasetilo le mokwalwedi wa gagwe. Kgosi Ramosweu o kopile dikgosana le ba komiti ya VDC go tlogela dipharologano tsa bone gore ba kgone go itebaganya le go baakanyetsa meletlo ya boipuso le molelo wa kgolagano. Kgosi Ramosweu o tsweletse ka go tlhalosa fa go tlhabisa ditlhong go bona baeteledipele ba morafe jaaka dikgosana le goromente wa motse jaaka komiti ya ditlhabololo ba supa-supana ka menwana mo mererong ya ditiro tsa setshaba jaaka go baakanyetsa boipuso. politics 7 Tlale o tlhokafetse Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Rre Botswelelo Tlale, o tlhokafetse. Ba lelwapa la gagwe ba boletse mo potsolotsong fa Rre Tlale a tlhokafetse maabane (Phalane 27) kwa Mahalapye. Go bolelwa fa a ne a kubugelwa ke bolwetse, mme a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Shoshong mme a fetisetswa kwa kokelong ya Mahalapye kwa a a tlhokafaletseng teng.. Rre Tlale, yo o tlogelang mohumagadi le bana ba le bane, o tsholetswe kwa Shoshong ka 1947, mme o dirile dithuto tse dipotlana kwa sekolong se sebotlana sa Shoshong. O ne thapiwa ke lephata la dikitsiso le seromamowa ka 1975 a direla kwa Mahalapye, mme morago a hudusediwa kwa dikgaolong tsa Maun, Kanye, Gaborone le Molepolole go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi ka 2006. Ka ngwaga wa 2012, Rre Tlale one a thapiwa ele mogolwane wa tsamaiso ditiro mo ofising ya mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele kwa a tlhokafalang a ntse a direla teng. Lefa go ise go tlhomamisiwe se se ka tswang se bakile leso la gagwe, Mme Odirile Tselampe, yo e leng mmangwaneagwe, o tlhalositse fa Rre Tlale a ne a tshwenngwa ke bolwetse jwa sukiri le madi a matona. Mme Tselampe o supile fa dithulaganyo tsa phitlho di ise di wele. Bokhutlo society 9 Tsogwane o gatelela boikgapho Batswana ba gakolotswe go tswelela ka go iphapha le go sala morago ditaelo tsa ba botsogo morago mo go tileng kanamo ya mogare wa COVID-19. Fa a buisa setshaba maabane, Mothusa Tautona Slumber Tsogwane o ne a re morago ga gore mogare wa COVID-19 o aname lefatshe ka bophara, puso e tsere tshwetso ya go emisa mesepele yotlhe ya go etela mafatshe a a bapileng le la Botswana go akaradiwa a Lesotho le eSwatini. A re mesepele go ya kwa mafatsheng ao jaanong e emisitswe go tloga maabane kwa ntle ga go rorwa ga dithotho tse di botlhokwa. Rre Tsogwane a re Batswana botlhe le baagedi ba lefatshe leno ba ba gorogang go tswa kwa mafatsheng ao jaanong ba tlaa bewa mo mafelong a a faphegileng malatsi a le lesome le bone go tloga gompieno. Rre Tsogwane a re mesepele yotlhe go ya le go boa kwa mafatsheng a a tlhasetsweng thata ke bolwetsi jo e kganetswe. Mafatshe ao ke a a latelang; Austria, Australia, Belgium, Cananada, China, Chechnya, Denmark, France, Germany, Japan, Iran, Italy, Nertherlands, Norway, Portugal, Spain, Sweden, Switzerland, United Kingdom, le United States of America. A re thulaganyo e, e raya gore batho botlhe ba e seng Batswana, le ba e seng baagedi ba Botswana ba ba tswang kwa mafatsheng ao ga ba na go letlelelwa go tsena mo Botswana ka kgoro epe fela ya molelwane. O boletse gore Batswana le baagedi ba ba boelang gae go tswa kwa mafatsheng a a amegileng thata ba tlaa tlhaolwa malatsi a le lesome le bone fa ba goroga. Rre Tsogwane a re go tlaa tswelelwa gape go tswalwa marekisetso a dino le mafelo a dijo a a rekisang dino tagi. Le fa go ntse jalo, o boletse gore marekisetso a a rekisang dino a di liquor wholesalers le a di bottle store one a tlaa tswelela a bulwa go fitlhelela go itsesiwe fa go na le phetogo. Dikgato tse tsotlhe le tsone di simologile maabane. Rre Tsogwane o tsweletse ka go tlhalosa gore morago ga dikgato tse di tserweng ke Afrika Borwa tsa go leka go laola kanamo ya mogare wa COVID-19, Tautona Cyril Ramaphosa o tlhomamiseditse Tautona Masisi gore metsamao ya dithoto le ditirelo tse di botlhwkwa fa gare ga mafatshe oo mabedi ga e na go amega ka gope. Mothusa Tautona o bile a tsaya sebaka go itsese setshaba gore morago ga go tsaya loeto lwa tshoganetso lwa semmuso bosheng go ya kwa Windhoek, Namibia, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi jaanong o tlhaotswe malatsi a le lesome le bone go simolola Mopitlo a le masome mabedi le bongwe go ya ka Section 25 ya Molao wa 2013 wa botsogo jwa sechaba. Tautona o ne a ile Namibia go dirisa sebaka seo go kopana le baeteledipele ba bangwe ba mafatshe kwa Windhoek go ngunanguna dikgang tse di amanang le dikgato tse di ka tsewang go itebaganya le segajaja se ke mafatshe a a kopanetseng melelwane le lefatshe leno. Rre Tsogwane o bile a itsese Batswana fa mmuso o tlaa tswelela ka go baya seemo leitlho le go re fa seemo se ka fetoga, go tlaa tsewa dikgato tse dingwe tse di maleba go sireletsa Batswana le baaagedi ba lefatse leno. Mo nakong eno lefatshe la Botswana ga le na pego epe ya mongwe yo o tsenweng ke mogare wa corona mme Batswana ba rotloediwa go tsaya melaetsa ya itshiriletso yotlhe ka tlhoaafalo. O ne gape a gatelela mafoko a ga Tautona a bosheng a gore Batswana ba tshwanetse go nna podi matseba ka jaana mogare o o ka tlhasela lefatshe nako nngwe le nngwe. education 4 Dipalamo di a tlhaela kwa Letsholathebe Motse wa Letsholathebe o lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya dipalamo tsa setshaba ntateng ya tsela e e maswe. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Gillard Letsholathebe o tlhalositse fa motse wa gagwe o lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la dipagamo tsa setshaba fa e sale jo tlholega ka ngwaga wa 1950. O tlhalositse fa mongwe a kile a ithaopa go thusa go rwala morafe wa gagwe mme ka maswabi a tsamaela ruri a kojwa ke tsela e e sa nnang sentle. A re e ne ya re mo kgweding ya Motsheganong e rogwa, monni mongwe wa motse o, a akanyetsa ba gaabo go ba namola mo selelong se ba leng mo go sone gore le bone ba kgone go anywa ditirelo tse di seong mo motseng wa bone mo mafelong a a farologaneng. Banni ba motse o ba tshela ka go kopa mosepele mo go bomorwarraabo fa bangwe ba tsamaya mosepele o moleele o nako le nako ka maoto, go ya kwa Masunga. Go ya ka mongwe wa banni ba motse oo, Mme Mercy Baaname, a re ba beile fela mo Modimong gore sepalamo se se teng mo bogompienong se seka sa ba latlha, mong wa sone a kojwa ke tsela e e maswe. Mme Baaname o tlhalositse fa ba ne ba sa kgone go ya go kopa ditirelo ka go farologana ka nako kwa motseng wa Masunga kana Francistown ka ba ne ba ema lebaka le le leele mo maemelong a dipagamo go sena nko e e tswang lemina. O tlhalositse fa tsela e, e ba beile ka fa mosing go akola ditirelo mo makalaneng a a farologaneng a puso le a a ikemetseng, a a seyong mo motseng wa bone. Le ntswa ditlhabololo di goroga ka monokela mo motseng o, mothusa mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tumelo Jotia, o tlhalositse fa ba ne ba aga mafelo a maemelo a dipagamo ka tsholofelo ya gore ba tla nna le dipagamo tsa setshaba ka e bile motse wa bone o godile. A re mme ka go tlhoka lesego, mafelo ao ga a mo tirisong mo nakong eno ka one mabaka a letlhoko la dipagamo. Mme Jotia o tlhalositse fa komiti e leka ka bojotlhe go thusana le puso go tsisa ditlhabololo mo motseng wa Letsholathebe. Rre Simani Tafa, yo e leng ene mong wa sepagamo se se simolotseng kgwedi eno e rogwa, o tlhalositse fa le ene a lebaganwe ke kgwetlho e tona ya ditshenyegelo. O boletse fa tsela e, e sa mo ema sentle ka a tshwanelwa ke go baakanya koloi ya gagwe gangwe le gape, ka e tlhatlhobiwa morago ga dikgwedi tse thataro go ya ka melawana ya dipagamo tsa setshaba. Rre Tafa o tlhalositse fa se, se ka se mo fe dipoelo tse a neng a di solofetse. E ntse e le mo motseng wa Letsholathebe, Kgosi Letsholathebe o ne gape a supa matshwenyego kgatlhanong le borukutlhi mo motseng wa gagwe. A re banni ba motse o ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go berekela mono. Le ntswa motse o o lebanwe ke dikgwetlho, kgosi o ne a supa boitumelo ka dikago tsa mantlwana a boiteketso tse di tsweletseng ka go agiwa. BOKHUTLO politics 7 Tloga tloga e tloga gale... Kgosikgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o iteetse legofi batsadi ba ba letlelelang banana go tsaya boikarabelo jwa bogosi gore e re fa borraabo ba tla ka maitemogelo a ditsamaiso tsa bogosi bone ba tsise bogakolodi mo diemong tsa segompieno. E rile a bua mo peong ya ga Kgosana Ontiretse Seabelo wa kgotla ya Mochina kwa Molepolole ka Matlhatso, Kgosi Kgari a tlhalosa gore mo nakong eno, e botshelo bo fetogang letsatsi le letsatsi, baeteledipele ba setshaba ba lebagane le namane e tona ya go fetoga ga matshelo, segolo jang a banana, jalo ba tlhoka makawana a thaka tsa bo Rre Seabelo mo bogosing go tla go itebaganya le dikgwetlho tsa segompieno. A re le fa go ntse jalo ba patelesega go fa bogakolodi le go tsaya ditshwetso tse di maleba fa ba bona diphetogo di sa tsise kutlwano. E rile a itebaganya le banni ba kgotla ya Mochina le Bakwena ka kakaretso, Kgosi Kgari a re ba seka ba nyatsa Rre Seabelo ka gore bone e le bogosi ga ba mo nyatse ka e bile ba tlhaloganya sentle gore o tla ka kitso nngwe e ba se nang yone. A re fa morafe o ka letla Kgosana Seabelo go nna le maitemogelo a magosana a mangwe a nang le one o ka nna le seabe se se bonalang mo morafeng wa Bakwena. O kgothaditse Bakwena go dira, go gakolola le go reetsa Kgosana Seabelo ka go dira jalo go tlaa mo tlhofofaletsa tiro Modulasetilo wa dikgosana kwa Molepolole, Kgosi Basiamang Garebakwena, a re o leboga thata go nna teng ga banana mo bogosaneng ka seo se supa fa bogosi bo na le bokamoso jo bo siameng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Garebakwena o kgothaditse Kgosana Seabelo go nna le poifo Modimo gonne e le yone e e ka mo thusang go hema bosula. O mo kopile go tsaya batho ka tekatekanyo gonne botlhe ke ba gagwe fela jaaka a itse gore ga twe kgosi thotobolo o olela matlakala. O mo rotloeditse go dira ka lorato ka a re ke lone lo lo tlaa mo senolelang gore dikgwetlho tse a kopanang le tsone o ka di fenya jang. Bokhutlo society 9 Kopano rehabilitation e abela bana-le-bogole E ne ya re bosheng ba lelwapa looraBogatsu ba e leng basimolodi ba mokgatlho wa Kopano Rehabilitation Foundation go tswa kwa Palapye, ba abela baithuti ba ba-na-le-bogole ba sekolo se sebotlana sa Bobonong dimpho mo moletlong o o neng o tshwerwe kwa sekolong seo. Mme Leokana Bogatsu, mogolwane wa mokgatlho o, o tlhalositsefa go abela sekole se, go gwetlhilwe ke gore ba bo ba setse ba dirile botsalanole sone, mme ka jaana e le la boraro ba se etela ba bona go tshwanela go tla batshwaretse baithuti ba dimpho tsa go itlosa bodutu. Fa a bua kwa moletlong o, o ne a tlhalosa fa mokgatlho wagagwe o boloditse letsholo la go rera efangele ya go godisetsa bana ba Mme Bogatsu a re mokgatlho o, o o reeletsweng ka ngwana wabone wa mo-na-le-bogole, o na le maitlamo a go tsena mo setshabeng o rutuntsha O tlhalositse gore e rile fa a sena go tshola ngwana wagagwe, o ne a iphitlhela a na le letlhoo le lentsi thata mo go ene ka gore a nea na le bogole. Mme e rile mo tsamaong ya nako se sa fetoga ka a ne a ipha nakoya go tlhaloganya seemo sa gagwe. “Go tsere lebaka gore Modimo o fetole mowa wa me gore kelebe Kopano ka lorato, mme e rile se se sena go diragala ka simolola go bonadiphetogo mo botshelong jwa gagwe ka gore lorato ka bo lone ke molemo,” a buajalo. Mme Bogatsu a re ngwana yo o nang le bogole ke mpho e etlhwatlhwa kgolo go tswa kwa Modimong ka jalo go botlhokwa go lemoga se pele, O tlhalositse gore ngwana o dira tse a di bonang mobagolong, mme fa go jalwa lorato mo go ene o tlaa gola sentle ka o tlaa bo agodisetswa mo sethong le mo loratong. Mme Bogatsu o kaile fa go goroga mo seemong sa go amogelangwana yo go se motlhogo ka gore go godisa ngwana yo o nang le bogole go na le O ne a bua fa bontsi jwa bana ba, ba tshwara ka bonya, fa babangwe go tsaa lebaka gore motho a ba tlhaloganye ka ba bopilwe ka ditsela tse A re mo makgethong a le mantsi, batsadi ba felela ba fitlhabana ba ka go santse go na le kgethololo e ntsi thata go tswa mo setshabeng. Mme Bogatsu o tlhalositse fa go santse go tlhoka go dirwa gole go ntsi go fetola Batswana go tsweng mo mokgweng wa go kgaphela “Go ka nna molemo fa ba ka lemoga fa mongwe le mongwe abopilwe ka tsela e e faphegileng mme se se ka kgonagala ka go fetola ka fa O supile fa ba kgona maikaelelo a bone mo Bobonong ka balemogile fa batsadi ba motse o ba lemoga botlhokwa jwa go amogela bana ba. Mme Kopano Marumo, morutabana wa ba-na-le-bogole gone mosekolong se sebotlana sa Bobonong, o gakolotse batsadi gore ba ikopanye le Morutabana o kopile batsadi gore e re ba isa bana ba kwa sekolongba bo ba setse ba le mo seemong se ba ka bolelelang barutabana gore ngwana yofa a le kwa lwapeng o tlhokomelwa jang gore go tlhofofaletse barutabana tiro. Mme Marumo o rotloeditse batsadi go ikitaya ka thupana gobona gore ba tshwaraganela kgodiso ya bana ba bone le barutabana. Motshwarelela mogokgo wa sekolo, Mme Mokgadi Molosiwa o ne alebogela tirisano mmogo e e setseng e supile fa e le ya sennela ruri magareng education 4 Baithuti ba Boitekanelo ba lwantsha boimana jwa banana Baithuti ba sekole sa Boitekanelo ba boloditse letsholo la go lwantsha boimana jo bo diragalang mo dikoleng tse di kwa Bobonong. Mongwe wa baithuti, Mme Keamogetse Office, o tlhalositse mo potsolotsong fa boimana jo bo diragalang mo dikoleng, segolo jang kwa go se segolwane sa Matshekge bo ba tshwenya thata. O tlhalositse fa boimana jo bo dirwa ke gore bana ba nna ba le nosi kwa malwapeng ka go bo batsadi ba nna kwa masimo. Mme Office a re go nna ga bana ba le nosi go dira gore ba felele ba itaola. A re fa bana ba nna ba le nosi ba felela ba aparelwa ke letlhoko le le ba pateletsang go tsena mo maratong le borre ba ba berekang gore ba kgone go bona madi a go reka tse ba di tlhokang. Fa a tswa la gagwe, Mme Precious Gaatwesepe o supile fa go tlhoka boikarabelo ga batsadi bangwe go na le seabe mo go imeng ga bana. A re barutabana ba le nosi ga ba kake ba kgona go lwantsha dikgang tsa go ima ga baithuti. O tlhalositse fa go ikopa ga baithuti ba ba nnang mo sekoleng kgapetsakgapetsa go ya go reka melora kwa ntle ga sekole le gone go baka boimana. Mme Gaatwesepe o supile fa go ima ga baithuti kwa Matshekge go sa jese diwelang. Mme Gaatwesepe a re ba rotloeditse dikomiti tsa batsadi le barutabana mo dikoleng go bua le baithuti ka boimana. O gwetlhile batsadi go bua le bana, segolo jang ba ba feditseng mophato wa boraroka gore bontsi jwa bone fa ba ya go simolola go dira mophato wa bone ba fitlhelwa ba setse ba imile. Mo kgannyeng e nngwe, mongwe wa baithuti, Mme Seabelo Lekopanye o tlhalositse fa ba tsamaya mo dikoleng go ruta baapei ka fa ba tshwanetseng go tshwara dijo ka teng. O supile fa go kgaola dinala le go rwala mo tlhogong e le dingwe tse baipei ba tshwanetseng go di itse. A re go tlhoka go tshwara dijo sentle ga baapei go ka dira gore baithuti ba tsenwe ke malwetse jaaka letshololo. BOKHUTLO health 6 Dirang tshekatsheko ya dikgwebo Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng o kopile Batswana go dira ditsheka tsheko le dipatlisiso pele ba dira dikgwebo. Rre Olopeng, yo eleng Tona ya Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, o buile seo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mabesekwa ka Lwabobedi. O ne a supa fa mananeo a batho ba a kopileng mo pusong, a phutlhame. O ne a gatelela ka gore kgwebo nngwe le nngwe e tlhoka go seka sekwa pele ga e ka dirwa, mme gape a re fa ba dira jalo, ba lebelele dipalo tsa batho ba ba nnang mo lefelong leo, ka le sone seo se botlhokwa go bona gore a lenaneo le ka atlega. A re mo gongwe o fitlhela dikgwebo tse di tshwanang mo motseng di le lesome, mme tsotlhe di lebile palonyana ya batho ba ba sa tseneng mo seatleng mme seo se dire gore dingwe di felele di phutlhama. O ne a kopa batho ba motse oo go ema ka dinao go thusa puso go tlhabolola matshelo a bone. Tona Olopeng o ile a lekodisa banni bao fa tsela ya Tonota-Mabesekwa e tla tshelwa lekgarapana ka kgwedi ya Phatwe monongwaga, a tlhalosa fa dithulaganyo di tsweletse tsa go e dira. O tlhalositse fa motlakase o le mo tseleng mme bothata e santse e le tlhaelo ya madi, a ba kgothatsa go nna ka tsholofelo ka ebile motse wa bone o sa ntse o le mo lenaneong la go gokelwa motlakase. Tona Olopeng gape o supile fa motse wa Mabesekwa e le lefelo la phulo, mme bothata e le metsi, a re ene le mokhanselara wa kgaolo eo ba tla leka ka bojotlhe go dira gore sediba se se mo motseng se pompiwe ka maranyane a letsatsi gore se kgone go thusa barui. E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi ya Mabesekwa, Kgosi Tshwaro Masisi a bolela fa mananeo a nyeletso lehuma a batho ba neng ba a kopile ka bontsi a phutlhame. Kgosi Masisi o kaile fa seo se ka tswa se dirilwe ke go tlhoka go fa bogakolodi ke batho ba ba tsamaisang mananeo ao. O ile a ikuela gape ka letlhoko la motlakase mo motseng, a re ba tswa kgakala ba lela ka kgang eo, mme a re ebile ba kile ba nna le tsholofelo ya gore sengwe se tla dirwa morago ga go bontshiwa gore motlakase o tla ralala motse jang. Rre Jenamiso Batisane ene o ne a kopa gore dikatso tsa badiragatsi di okediwe bogolo jang ba ba diragatsang ba le setlhopha, a re madi a bone a manyennyane fa go tshwantshanngwa le motho a diragatsa a le nosi. Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Olopeng o ne a supa fa kgang ya dikatso tsa badiragatsi ba ba diragatsang ba le setlhopha e le boikuelo jo ba setseng ba bo amogetse mo ofising ya gagwe . economy_business_and_finance 3 Dikolo tsa bana-le-bogole ke kgwetlho Mokwaledi wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Selekanyo Lombala o tlhalositse fa go se motlhofo go kgobokanyetsa baithuti ba ba-na-le bogole mo sekoleng se le sengwe ka jaana dikole mo kgaolong eo di gasagasame le metse. Rre Lombala o ne a bua kwa bokopanong le baitseanape go tswa kwa lephateng la botsogo le bloitekanelo ba ba neng ba tsile go sekaseka ka fa seemo sa go isa ditlamelo kwa go ba ba nang le bogole se ka tokafadiwang ka teng kwa Letlhakeng ka Labobedi. O tlhalositse fa go le motlhofo mo dikgaolong-potlana di tshwana le ya Molepolole le Mogoditshane ka jaana di na le dikole tse dintsi mo motseng o le mongwe, mme ka jalo go le motlhofo mo go bone go kgetha sekole se le sengwe go nna sone boremelelo jwa thuto ya ba-na-le bagole, mme a re ka jaana kgaolo-potlana ya Letlhakeng e dirilwe ka metse e mennye e e phatlaletseng le kgaolo go ka seke ga nna motlhofo go dira jaaka barwarraabone. Rre Lombala o tlhalositse gape fa matshwenyego a ba nang le one e le a gore dikago tsa lefatshe leno ka bontsi di agwa go sa reediwe dikeletso tsa ba-na-le bogole, a afa sekai ka matlwana a borutelo a a reng bana ba ba dirisang dikolotsana ga ba kgone go tsena mo go one. O ne a tlhalosa gape fa ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya barutabana ba ba rutetsweng go ruta baithuti ba ba-na-le bogole. Mongwe wa batsaya-karolo mo bokopanong joo e bile e le mmaboipelego, Mme Obakwe Matebele o ne a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya melawana-tsamaiso e e itebagantseng le ba-na-le bogole, ka jalo se se dire gore lephata lengwe le lengwe le itsamaisetse ka fa le bonang go le botoka ka teng. A re e le ba boipelego ba lemogile fa ba-na-le bogole, bogolo jang ba-tlhoka kutlo le puo ba na le kgwetlho ya go kopa ditirelo mo diofising ka jaana bodiredi bo sa tlhaloganye puo ya diatla. A re se gantsi se dira gore ba-na-le bogole ba boele malwapeng ba sa thusega jaaka ba ne ba ka eletsa. Mme Matebele o ne gape a tlhalosa fa mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng go na le baithuti ba ba tlhokang dikole tse di faphegileng, mme a re ba felela ba tsena dikole tsa bana ba ba itekanetseng, a re se se kgona go dira gore ba felele ba tlogetse sekole ka ntlha ya gore bana ba bangwe ba a ba tshega. Mogolwane wa ofisi ya banana mo Letlhakeng, Mme Felicity Nyoni le ene o ne a tlhalosa fa ba na le dikgwetlho le banana ba ba-tlhoka puo le kutlo ba ba ikopelang mananeo a ofisi ya bone ka jaana ba sa kgone go ipuelela go utlwala ka nako ya ditshekatsheko. A re bontsi jwa dikgwebo tse ba di rotloetsang ke tse di tlhokanang le mashetla mme se se felela se dira gore ba-na-le bogole bontsi ba palelwe ke go emelelana le dikgwetlho. Ngaka go tswa kwa kokelong ya Letlhakeng, Dr Cray Ngulube o ne a gakolola fa dikgang tsa ba-na-le bogole di tshwanetse tsa tsewa ka mashetla mme tsa tsamaisiwa e le lenaneo fela jaaka go dirilwe ka twantsho mogare wa HIV/AIDS gore seemo seo se kgonege. A re fa dikgang tsa ba-na-le bogole di ka tsewa tsia tsa abelwa dikoloi le bodiredi jwa dsennelaruri go ka nna motlhofo gore ba fe ba-na-le bogole ditlamelo le ditirelo tse ba di tlhokang. Molaodi wa kgaolo potlana eo, Rre Boammaaruri Otlhogile ene o ne a rotloetsa ba-na-le bogole go nna ba iteka ka fa ba kgonang ka teng go na le go baya mo pusong. O ne gape a gakolola setshaba gore ba-na-le bogole ba tlhoka go ratwa le go amogelwa mo setshabeng jaaka ba ntse, a re go dira jalo go ka dira gore le bone ba ikutlwe ba le motlotlo. Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go tla go sekaseka ka fa go ka tokafadiwang ditirelo tsa ba-na-le bogole ka teng. BOKHUTLO education 4 Lekawana le nwetse mo letangwaneng Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu, a re ba fitlhetse lekawana la dingwaga tse lesome le boferabongwe le nwetse mo letangwaneng le le thumelang kwa oteleng ya Thakadu kwa Letlhakane. Superintendent Maphephu o tlhalositse fa e rile ka Matlhatso, lekawana lengwe la tla go ba begela fa a sa bone tsala ya gagwe e a neng a nale yone kwa maitisong a Meat Festival kwa oteleng eo bosigo jwa Matlhatso. A re ba ne ba tsaya motlhala go simolaga fela go ne kwa oteleng eo kwa ba neng ba bona diaparo tsa lekawana leo fa thoko ga letangwana lele thumelang, mme ba kopa bogogi jwa madirelo ao gore ba ntshe metsi mo go lone mme ba mo fitlhela kwa tlase. Superintendent Maphephu a re ba ne ba isa lekawana leo kwa kokelong kwa dingaka di neng tsa rurifatsa gore o tlhokafetse. O ne a rotloetsa beng ba dikgwebo go nna ba etse tlhoko seemo fa go tshwaretswe mediro segolo jang maitiso a dino gammogo le go disa matangwana aa thumelang. Mo kganyeng e ngwe Superintendent Maphephu a re go fitlhetswe monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano mo sekgweng ka matlhatso. A re bane ba mo isa kwa sepateleng kwa dingaka dineng tsa rurifatsa gore o tlhokafetse, a tlatsa ka gore setopo sa gagwe se kwa setsidifatsing se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka go bona sese ka tswang se bakile loso . Superintendent Maphephu a re ba mo patlong ya monna mongwe yo e rileng ka Tshipi a tlhaba monna yoo dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa kwa Tawana Extention . Borre ba, ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme yo mongwe a fela a tlhaba yo mongwe ka sengwe se go belaelwang ele thipa mo sehubeng. Superintendent Maphephu a re rre yoo yo tlhabilweng ka sengwe sese bogale o ne a ragosediwa ko kokelong ya Orapa, ko go bolelwang a sidilega teng. crime_law_and_justice 1 Tshenyo leina ke molato o motona Mookamedi wa cluster 8 Rre Tikina Mahate yo o okametseng kgaolo ya Borakalalo, o tlhagisitse banni ba kgotla eo go emisa magatwe a a felelang a senya batho maina ka selo seo ele molato o motona fela thata. O buile jalo mo phuthegong ya itekodiso ya mopalamente kwa kgotleng eo bosheng. E ne ya re a lekodisa mopalamente Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri ka seemo sa borukutlhi jwa kgaolo eo, Rre Mahate a supa fa se wetse tlase fela thata. A re, mme le fa go ntse jalo, go nale bolwetsi jo bo neng jwa jwalega mo baaging ba kgotla eo jwa go senya mokhanselara wa bone leina. O tlhalositse gore go nale batho ba ba tsamayang ka magatwe a gore Rre Shabir Kablay o bonwe a gateletse ngwana mongwe kwa kgaolong ya Khuduyamajapye a mo kgaola tsebe. Rre Mahate a re, se, ga se nnete ke go batla go senya mokhanselara leina fela. Rre Mahate o tlhalositse gore e rile ba sena go utlwa kgang e, ba e sala morago mme ba fitlhela ele magatwe fela e bile e amanngwa le ditlhopho. O tlhalositse fa ba ne ba tsaya matsapa a go ya teng kwa Khuduyamajapye kwa ba neng ba kopana le Kgosi yo o tlhalositseng fa go ise go begiwe kgang ya go tshwana le eo kwa kgaolong ya gagwe. Fa a ba ema ka lefoko, motsadi wa ngwana o tlhalositse fa ba nna bale barataro kwa ga bone e bile ba ntse bale kalo go ise go nne le ope yo o kileng a nyelela kgotsa go kgaolwa tsebe, a bolela fa se ele magatwe fela e seng sepe gape. Fa a tsibogela seemo, mopalamente o tlhalositse fa go amanya motho le polao ya yo mongwe go ama fela thata. A re, e ne yare a tsenelela ditlhopho ka ngwaga wa 2004, ene le Rre Daniel Kwelagobe ga tlala mo motseng gore ba bolaile mosadi mongwe. A re, koloi e ba neng ba ngaparesitse ditshwantsho tsa bone mo go yone, e ne ya thubiwa ka matlapa fa marekisetsong a Mafenyatlala. O boletse gore nako le nako fa go nna le ditlhopho dikgang tsa go nna jaana di a buiwa. O tlhaloseditse morafe gore golo moo ke go senya motho leina, mme o tsweletse a re, Modimo o sekela ba ba senngwang leina ka boammaruri bo nna fela bo tswa. A re, o itumelela gore nnete e dule e bile mmagwe ngwana o tlile go tla go tlhatswa mokhanselara leina fa pele ga phuthego. E ne yare fa ba akgela, morafe wa Borakalalo wa tlhalosa fa batho ba ba anamisang magatwe a a tshwanang le a, ba dira gore batho ba tshabe mokhanselara, jaanong ba ipotsa gore batho bao ba batla gore Rre Kablay a tshele jang. Ba kopile gore go emisiwe go anamisa magatwe a senang lepele le morago, ka ba tla itsenya mo molatong. Fa akgela mokhanselara Shabir Kablay o lebogile ba ba boneng fa kgang e, e se nnete ele go batla go mo senya leina fela. A re, o lemogile fa Modimo o le teng ,ka ke mo gompieno o mo seketse gore nnete e nne mo mpaananeng. BOKHUTLO politics 7 Moyakoi o itshetsa ka Sembukushu Monana wa digwaga tse di masome a mabedi le boraro, Rre Mogakolodi Moyakoi a re teme ya gagwe ya Sembukushu e mo thusa fela thata go bona madi a itshitso mo nakong e e thata e a sa berekeng. Rre Moyakoi a re ka ngwaga wa 2011 o ile a kopana le ba lekgotla la Tribal le le ileng la kopa thuso ya gagwe ya go ranola ka teme ya Sembukushu mo lekgotleng fa go sekisiwa, go thusa bao ba ba sa tlhaloganyeng Setswana mme morago ba mo atswe. A re tiro e ya gagwe e kgonne go mo thusa go itlhokomela ga mmogo le bo monnawe selo se a supileng a le motlotlo thata ka sone ebile a eletsa go bona lekgotla le ka kgona go mo thapa go tswelela a dira tiro eo ka a le senatla mo go yone. Rre Moyakoi yo o tlholegang kwa motseng wa Ngarange mo kgaolong ya Okavango, a re o kopane le tiro e ya gagwe mo Gumare ka a ne a batlana le mmereko a sa o bone mme e re a bona tshono eo a seka a re kamoso. A re go ranola ka Sembukushu ke tiro ea ne a sa solofela fa e ka thusa motho go bona madi a itshetso a tswelela ka go supa fa ebile a kgonne go ranolela batho le gone ko dikgotla tshekelong tse di tona jaaka kwa Maun le Gaborone. Rre Moyakoi yo o dirileng lokwalo la boraro (Form III) fela, a re o ikwatlhaela go sa fetsa sekole sa gagwe ka dithuso tsa matiriki (Form five) ka gore gangwe le gape ba nna ba mmotsa gore a o na le setlankana se segolwane sa dithuto gore ba kgone go mo thapa mo tirong eo ya go ranola. A re thuto e mosola fela thata ka e ka bo e mo thusitse go bona mmereko oo go ka fetola sengwe le sengwe mo botshelong jwa gagwe. Rre Moyakoi a re go ranola ke tiro e e thata ka gore o tshwanetse go reetsa thata le gore o tshwanela ke go itse dipuo tsotlhe tse di dirisiwang mo le kgotleng ebong sekgowa le Setswana gore o kgone go isa molaetsa oo maleba ko motho yo o mo ranolelang ga mmogo le ko lekgotleng. A re thanolo e tlhoka motho yo o nang le boikarabelo jwa go kgona go sireletsa sephiri sa batho ba a ba ranolelang ga mmogo le dikgang tse dingwe tse di buiwang mo lekgotleng mme di sa tshwanela go buiwa mo pontsheng. Tiro e ya gagwe a re o kgona go bitswa gangwe fela mo ngweding kgotsa ga bedi go tswa fela gore go na le dikgang dife tse di tlhokang thuso ya gagwe, a tswelela ka go supa fa mo malatsing a gompieno a kgona go leletswa le ke ba ba ko Gaborone le Maun gore a e go ranola selo se a supileng se mo tsentse mo bathong e bile a dumela fa banana ba ka tsaya malebela mo go ipelafatseng ka dingwao tsa bone. Rre Moyakoi a re le fa gongwe re itse dipuo tsa rona ka go farologana re tshwanetse go tsena sekole go itse ditsamaiso tse dingwe le diteme tse di dirisiwang go ralala lefatshe lotlhe jaaka sekgowa le Sefora ka a re di dirisiwa ke mafatshe a le mmalwa malatsi ano. Gape a re monate wa tiro ya gagwe ke gore o duelwa fela fa a fetsa go ranola go na le go emela kgwedi e fela selo se a reng se dira tiro ya gagwe motlhofo. BOKHUTLO society 9 Ba le barataro ba tshwerwe ka letshoroma Le fa lephata la botsogo le tsweletse ka go lwantsha le go ruta setshaba ka bolwetse jwa letshoroma mo kgaolong potlana ya Boteti mono ngwaga batho ba le barataro ba setse ba alafilwe ba sena go fitlhelwa ka dikai tsa bolwetse jo. Mooki go tswa kwa kokelong ya Motopi, Rre Gontlafetse Nyame a re ba le bane ba tshwerwe ka dikai tsa bolwetse jo kwa kokelwaneng ya motse wa Mmadikola fa ba le babedi bone e le ba Khumaga. O buile jalo bosheng jaaka ba lephata la botsogo ba ne ba kokoanetse kwa motseng wa Khumaga go seka seka mananeo a twantsho bolwetse jwa letshoroma le gone go tsweledisa letsholo la go ruta le go rotloetsa setshaba go tshwaragana le ba botsogo go lwantsha bolwetse jo. Rre Nyame are bolwetse jwa letshoroma kgotsa malaria bo anamisiwang le montsana/monang ka go loma batho bo gakadiwa thata mo kgaolwaneng ya Boteti Bokone ke metsi a noka a nang a le teng ka nako tsotlhe.Rre Nyame o tlhalositse gore baoki ba kokelwana ya Khumaga botlhe ba rutetswe go kanoka bolwetse jwa letshoroma, a tlatsa ka gore fa mongwe aka tshwara ka dikai tsa bolwetsi jo ba netefatsa gore ba tlhatlhoba batho botlhe mo lelwapeng leo. Mooki one a tlhalosa fa masire a fiwang batho kwa dikokelwaneng go itshireletsa go longwa le montsana a nale molemo o o bolayang monang, a bolela gore molemo o tshasitsweng mo lesireng a, o nna dingwaga tse tharo, ka jalo a farologana thata le a rekisiwang mo mabentleleng. O tladitse ka go tlhalosa ka lenaneo la lephata la botsogo la go nyeletsa gotlhelele bolwetse jwa Malaria le le itebagantseng segolo bogolo le batho ba ba nnang mo merakeng, a re motho fa a tshwerwe ka bolwetsi mo morakeng ba booki ba tla tlhatlhoba botlhe mo morakeng o o mo letsatsing la bobedi, ba ipoeletse gape ka letsatsi la bo lesome le bobedi mme ba dire tlhatlhoba ya boraro ka letsatsi la bo masome a mabedi le borobabobedi go itsa kanamo ya mogare wa bolwetse jo. A tsweletse a tlhalosa gore maikaelelo a lephata la botsogo ke go nyeletsa bolwetsi jwa letshoroma ka ngwaga wa 2015.Mongwe wa dibui ka letsatsi leo, Kgosi Baletanye Kenewendo wa motse wa Motopi o rotloeditse banni ba motse wa Khumaga le metse e mabapi go tsiboga le go etela ba botsogo ka bofefo fa ba bona ba na le dikai tse di tsamaelanang le bolwetsi jwa letshoroma. Kgosi Kenewendo o supile gore mogare wa bolwetse o amana le motho ka nako ya fa montsana o monamagadi o loma le go monyela madi go tswa mo mmeleng wa motho.A re yone nako e montsana o monyelang madi a motho o felela o tlogela mogare o dirang gore motho a tsenwe ke bolwetse jwa letshoroma. O tsweletse a tlatsa ka gore bolwetsi jwa letshoroma bo kotsi fela thata ka gore fa bo sa lemogiwa ka bofefo kgotsa motho a sa fiwang kalafi e lebanyeng bo felela bo bakile loso.O supile fa kgaolo ya Boteti e ikemiseditse go nyeletsa bolwetsi jwa letshoroma a tlatsa ka gore keletso ke go bona bolwetsi jo bo seyo gotlhelele mo kgaolong potlana ya rona ya Boteti, mme are seo se ka fitlhelelwa ka go nna le bodiredi jo bo rutetsweng tiro ebile bo itlamile go dira ka natla ga mmogo le seabe sa setshaba. Mokhanselara wa kgaolwana ya Moreomaoto/Khumaga, Rre Thomas Kgethenyane o ne a kgothatsa banni ba motse wa Khumaga go anamisa molaetsa ka ba anyilwe kitso ka bolwetsi jwa letshoroma.Rre Kgethenyane a kaya ka fa a tshwenngwang ke dikgang tsa batho bangwe ba ba kgatlhanong le gore bodiredi jwa lephata la botsogo ba gase/tipe matlo a bone ka molemo o bolayang montsana a supa fa seemo seo se busetsa maiteko a go lwantsha bolwetse kwa morago. A re ke makgetho a le mantsi bodiredi boa ba retelelwa ke go tipa mo malwapeng mangwe, batho ba gana go bula matlo.O ne a garela puo ya gagwe ka gore setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata ka jalo o dumela fa morafe wa motse wa Khumaga o filwe thuto e tla thusang gore ba tshwaraganela tiro ya go hedisa bolwetsi jwa letshoroma le ba lephata la botsogo. BOKHUTLO health 6 Ba thuto-ga-e-golelwe ba abela bana Batswana le maphata ka go farologana ba tsweletse ka go tshegetsa le go diragatsa letshego la tebelopele ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Ba lephata la thuto ga-e-golelwe kwa kgaolong ya Letlhakeng ba ne ba etela sekole se sebotlana sa Letlhakeng bosheng , go ya go abela bana ba le babedi kapari ya sekole le melora. E rile a rola dilwana tseo, mogolwane wa thuto ga-e-golelwe mo kgaolong eo, Mme Gaolese Ncaagae, a tlhalosa fa ba bonye go le botoka go thusa bana bao ba basimane ka paka ya sekolo le melora ka ba lemogile fa ba tlhoka go tswa. Mme Ncaagae a re, go ne ga supega fa bana ba tswa mo lwapeng le le lengwe. O kaile fa ba itemogetse fa bana ba ba thusitseng bao e se bone fela ba ba nang le botlhoki. Mme Ncaagae a re ba kgonne go rekela bana bao dilwana tsa P1228, ka bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba ntse ba a kgobokanya ka go dira bo mmabontle le dikopelo. O tlhalositse fa maikaelelo a bone fa ba kgobokanya madi e le go a dirisa go thusa fa go tlhokegang teng. Fa a amogela dilwana tseo, mogokgo wa sekole seo, Mme Sibongile Matshambane, o ne a kaya fa a itumelela tirisanyo mmogo ya bone le ba thuto ga-e-golelwe fa ba na le selelo. Mogokgo o ne a tlhalosa fa motsadi wa bana bao a sa kgone go itirela ka a le bokoa mo mmeleng. Bokhutlo education 4 Kgaolo ya Morolong e fitlhelela di le mmalwa Mothusa molaodi kwa kgaolong ya Morolong ya Good Hope/Mabule Mme Goitseone Nkwe-Tabane a re kgaolo ya gagwe e nnile le diphitlhelelo di le mmalwa di akaretsa nyeletso ya lehuma ka khansele-potlana ya Good Hope, fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso. Mme Nkwe-Tabane o buile se kwa segopotsong sa dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso jwa lefatshe la Botswana kwa Good Hope bosheng. A re nyeletso ya lehuma ke yone phitlhelelo e kgolo mo go tsotlhe, a tlatsa ka gore lenaneo leo le a mangwe a mmuso a go tlhamela banana ditiro, le thusitse banana ka dikgwebo di akaretsa ya kapei ya marotho go rekisetsa dikole le go rokwa ga paka ya sekole, tse a reng di buletse banana ba le bantsi mebereko le go tokafatsa matshelo a bone. A re diphitlhelelo tse dingwe ke go nna teng ga diofisi tsa kabo ya ditsha le ofisi ya ga molaodi e a reng ke yone e gokaganyang maphata a mangwe a bodirelapuso go tsisa ditirelo kwa bathong. A re mo go tsa thuto, ba ipela ka sekole se segolwane sa Good Hope senior, a re mo godimo ga moo, sekole seo se alositse bommampodi ba mabelo ba akaretsa Karabo Sibanda le Baboloki Thebe. Mme Nkwe-Tabane a re le fa go ntse jalo, go nnile le dikgwetlho jaaka ya go sa direng sentle ga bana ba dikole le gone go tlogela sekole, mme a kopa batsadi go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone. A re kgwetlho e nngwe ke ya go ikgogela morago ga barui mo go thuseng puso ka dipodi tse di rekelwang Batswana go inamola lehuma ka lenaneo la LIMID, a tlatsa ka go kopa Batswana gore le fa ba ngongorega ka tiego ya dituelo tsa dipodi tsa bone, go tlaa fefosiwa dituelo tsa go nna jalo. Mme Nkwe-Tabane o ne gape a kopa morafe wa Morolong go tsosolosa temo mo kgaolong ya bone, a re go le pele, morafe oo o ne o itsiwe ka go jesa lefatshe la Botswana ka o ne o ntsha dijo ka temo ya bone. O ne a ba rotloetsa gape go tsenya letsogo mo dipaakanyetsong tsa boipuso a re ba tshwanetse go ema mmogo mme ba ipela ba le ngatana. economy_business_and_finance 3 Banni ba tla a ora wa mariga E rile bosheng banni bangwe ba Kgomodiatshaba mo kgaolong ya Kgatleng ba fiwa dikgomo ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba itshetse. E rile a bua kwa motseng oo mo boemong jwa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, mogolwane wa lekalana la boipelego Mme Baledzi Makubate a re puso e tsweletse ka go tlhabolola mananeo a nyeletso lehuma gore a sologele Batswana molemo. A re letsatsi leo, le kgethegile fela thata ka jaana banni ba motse oo ba le bararo ba fiwa mpho ya dikgomo gore ba simolola go tlhabolola matshelo a bone. A re Rre Gasekgotla Setshego, Nametso Kgotlaetsile le Bantsi Kelebogile ba tla tshwanelwa ke go ema ka dinao go dira ka natla gore dikgomo tseo di tokafatse matshelo a bone. A re o itse sentle gore gantsi borre ba dira sentle mo go thuong ya dikgomo ka jalo o na le tsholofelo ya gore dikgomo tseo di tla ata. Mme Makubate o tlhalositse gore borre bao ba seka ba ikgatholosa mpho ya dikgomo tse ba baya gore puso e tla a ba thusa, a bolela fa ba tshwanetse go ema ka dinao go ntsifatsa leruo leo. O tsweletse a ba kopa gore ba se fele pelo bogolo jang ka kgomo e se bogadi bo gaufi jaaka pudi, yone e batla bopelotelele gore mong wa yone a robe maungo mo go tsone. O kopile batsadi go ema borre bao nokeng le morafe ka kakaretso ka jaana fa go le thata go tlhoka mongwe yo o ka go thusang gore o se nyeme moko. Mogolwane wa boipelego o ba kopile gape gore ba tshwaragane ba dire mmogo gore ba thusane fa go le bokete ka seo se ka ntsha maduo a a botoka go na le fa ba ikemetse ka nosi. O ba kgothaditse gore ba dire ka natla mme e bile fa ba tshwaragane e ka re mo nakong e e tlang ba simolola kgwebo ya nama mo motseng wa bone jalo matshelo a bone a tokafale le go feta. Le fa gontse jalo, o supile matshwenyego ka bangwe Batswana ba ba fiwang mananeo a sebopego se mme morago ba a tshele mmu ka ba sa a neye lorato le tlhokomelo e e tshwanetseng. Fa a bua mo boemong jwa borre ba ba amogetseng dikgomo tseo, Rre Nametso Kgotlaetsile a re ba tsile go dira ka gotlhe go tlhokomela dikgomo tseo le go di tsadisa gore ba bone dipoelo mo isagong. Rre Kgotlaetsile a re ga go kake ga nna motlhofo ka thuo e na le dikgwetlho tsa yone mme ba solofetsa go ema ka dinao gore ba supe katlego ya bone e e simolotseng e le thuso ya puso. E ne e rile go le pele a amogela baeng, kgosi ya motse wa Kgomodiatshaba, Rre Peter Kgakole a supa fa leruo le le botlhokwa mo matshelong a Batswana ka le ba dirile se ba le sone mo nakong eno. Kgosi Kgakole a re o lebogela dikgomo tse di filweng banni ba motse wa gagwe ka jalo o ba kgothatsa go tlhoafalela tlhokomela le kgodiso ya tsone ka seo se ka tokafatsa matshelo a bone fela thata. BOKHUTLO society 9 Go latolwa Kgosi Searobi Moemela kgosi yo mogolwane wa pele kwa Lotlhakane East Kgosi Searobi Searobi o tlhokafetse. Se se rurifaditswe ke morwawe yo motona Rre Kebonemodisa Searobi mo potsolosong le Rre Searobi yo gape e leng ralekgotla kwa goora Kebonemodisa kwa Lotlhakane, o tlhalositse fa rraagwe a tlhokafetse ka Mosupologo kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo, a tlhokafalela kwa Mafikeng kwa a neng a ile bonkgakeng teng. O tlhalositse fa moswi Rre Searobi a tshotswe ka 1932 e bile e ne e le Lelau ka mophato, mme a tlhokafala jaana a le dingwaga di masome a a ferang bobedi le borataro. Morwa o tlhalositse fa rraagwe a tlhokafetse morago ga go lwala ka lobaka lo lo leele ka jaana a ne a simologelwa ke go tlhoka go tsoga morago ga go tlogela tiro ya bogosi ka bogodi ka 2016. O tlhalositse gore Kgosi Searobi o ne a tlhongwa mo bogosing ke kgosi kgolo wa Bangwaketse, Kgosi Seepapitso IV ka 1986 e le ene kgosana wa ntlha wa Lotlhakane East. A re pele ga Rre Searobi a nna kgosi o bereketse kwa meepong ya Afrika Borwa kwa a neng a itsenya sekole teng a tloga a tla go bereka mono gae e le mokgweetsi wa ga kgosi Bathoen mme morago a nna kgosi. Go tlhalositswe fa Rre Searobi a ne a dira tiro ya bogosi gape e le molemi-morui, mme a tswelela ka temo le nako ya a tlogetse bogosi. Ka nako ya kgang e e kwalwa dithulaganyo tsa phitlho di ne di ise di wele. Moswi o tlogela mohumagadi le bana ba le lesome le motso; borre ba le babedi le bomme ba fera bongwe. society 9 Banni ba lela ka seemo sa ditsela kwa Palapye Banni ba Palapye Extention 5 le 7 ba ngongoregela seemo sa ditsela se ba reng se ba apesitse kobo ka letshoba. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Palapye, Rre Onnetse Ramogapi bosheng. Ba ne ba tlhalosa fa seemo se bifela pele ka nako ya dipula ka metsi a tla a elela le mebila mme a bake merwalela mo malwapeng le go epa tsela. Ba ne ba kopa mopalamente go bua le lephata la ditsela go leka go bona gore seemo se se ka rarabololwa jang. Ba re gongwe fa ditsela di ka tshelwa motlhaba le konkoreite seemo sa go epega ga tsone go ka tokafala. Fa a ntsha la gagwe, Rre Onnetse Ramogapi o ne a solofetsa banni gore o tlaa dira ka natla go tsibogela seemo seo. O ne a tlhalosa fa maikaelelo magolo a diphuthego e le go reetsa le go tsibogela matshwenyo a banni ba kgaolo ya gagwe. O tsweletse ka gore o tlaa tshwaragana le makhanselera otlhe go dira tsotlhe ke di ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong mme ba dire ka boineelo. Mo go tse dingwe, mokwaledi wa khansele, Rre Lucky Maoto, o ne a gakolola banni ba Palapye go nna le seabe mo tlhokomelong ya dithoto jaaka mafelo a House of Hope Foundation, marekisetso a leokwane a Puma Energy, ga reng ga tse dingwe. O tsweletse ka gore ba tshwanetse go batlisisa le go itse se se diragalang ka dithoto tsa kgaolo ya bone, a re se se ka itsa go latlhegelwa ke dithoto tsa bone ba sa itse. Mokhanselera wa Extention 7, Mme Segametsi Ralegoreng o ne a lebogela mopalamente go ba bega semmuso mo setshabeng a re se se ba neela tetla ya gore ba ka simolola go buisa diphuthego ba le nosi mo dikgotleng. O ne a rotloetsa banni ba Extention 7 go tswelela ba ikgolaganya le ofisi ya gagwe le ya le mopalamente go araba dilelo tsa bone. society 9 Ba Masunga ba itumelela ditshupo Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba na le dingwaga tse di fetang lesome ba nyoretswe ditshupo, mmele lenyora leo, le ne la fela ka mafelo a beke, jaaka go ne go tshwerwe ditshupo kwa Masunga. Ditshupo tseo, di ne tsa tswelela ka kagiso le boitumelo, mme balemi, bagwebi, maphata mangwe a puso le ba dikompone, ba ne ba supile tse ba di dirang le go tsibosa batho ka ditirelo tsa maphata a bone. Batsena ditshupo tseo ba ne ba leboga komiti e e neng e rulaganyetsa ditshupo tseo ka maiteko a go tsosolosa ditshupo, tse di saleng di tshwarwa la bofelo ka ngwaga wa 2001 mme tsa tloga tsa emisiwa ke go fudusiwa ga lebala la ditshupo go sutela matlo a mapodisi a a agilweng foo. Ba re mo godimo ga moo, di fa batho ba ba mo kgwebong e le nngwe le balemi-barui sebaka sa go buisana le go abelana megopolo mabapi le dikgwetlho tse ba kopanang natso mo mehameng ya bone. Fa a bua mo boemong jwa lekgotla la balemi la TOTUMA, Mme Angelina Siwawa o ne a re go le gantsi fa balemi ba robile ditsatemo tse dintsi mme di tlhoke ba ba di rekang ka jaana setshaba se a bo se sa itse ka ga tsone, a re mme ditshupo di a thusa ka di didirisiwa gape jaaka malatsi a mmaraka. Bokhutlo politics 7 Mokwaledi o akgola badiri Babereki ba Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba tshwere moletlo wa dijo tsa maitseboa kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi mararo kwa. Moletlo oo, o ne o diretswe babereki ba lephata leo ba Bokone Botlhaba go ba lebogela go bo ofisi ya kgaolo ya bone e le nngwe ya dikgaolo tse go supagetseng di dira sentle mo go diragatseng ditirelo le maikemisetso a lephata. Go tlhalositswe fa mo dikgaolong tse di masome a mabedi le bobedi tse di nang le diofisi tsa lephata la banana, metshameko le ngwao, ofisi ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya gapa maemo a bobedi kwa kabong dietsele ya monongwaga ya go tlhopha dikgaolo tse di dirang sentle mabapi le ditirelo tsa lephata leo. E rile a ema babereki ka lefoko kwa moletlong oo, mokwaledi wa lephata leo, Rre Kago Ramokate a lebogela kgaolo eo go dira sentle. A re seo ke kgatelopele e tona e e tshwanelwang ke go lemogwa le go itumelelwa ke botlhe. Rre Ramokate a re go a itumedisa go bo mo go tse di neng di lejwa, ofisi ya Bokone Botlhaba e ne e dira go swela, mo e neng e tsaya maduo a le go feta mo dikarolong tse dingwe. A re le ntswa go na le dikgwetlho mo go diragatseng mananeo, fela ba ofisi ya Bokone Botlhaba ba supile fa maano mangwe a masha a a pharologanyo a ba a itirelang le gone go tokafatsa ka fa ba dirang dilo ka teng, go ba thusitse go ntsha tlhogo mo dikgaolong tse dingwe. Gape a re o na le tshepho ya gore ba bangwe ba tlaa tsaya malebela mo go bone, ka jalo a gwetlha ba kgaolo eo go ba bulegela ba ba thusa fa go tlhokafalang teng, e le ka maikaelelo a go dira ba le setlhopha se se ntshang maduo sa lephata la banana, metshameko le ngwao. Rre Ramokate a re e re ka jaana go abela le go lemoga bao ba ba dirang ka natla e le selo sa botlhokwa, bone e le ba lephata la banana, metshameko le ngwao ba tlaa dira seo go nna selo modiro go leka go tsholetsa le go tiisa serodumo sa go dira ka natla, ka seo se ka thusa go kgotsofatsa ba ba ba thusang. Mo go tse dingwe, mokwaledi o tlhalositse fa nngwe ya maikaelelo a lephata la gagwe mo ditogamaano tsa go tokafatsa maduo tsa ngwaga wa 2015/2016, e le go rotloetsa tikologo e e siametseng babereki go berekelwa mo go yone. Rre Ramokate a re boeteledipele jwa lephata bo lemoga thata fa babereki ba lephata leo ba le botlhokwa, a re ke ka moo ba lekang go supa seo ka gone go ba rulaganyetsa mediro e tshwana le oo, ka jalo a gwetlha babereki ba dikgaolo tsotlhe go nna le boineelo mo tirong go ntsha maduo a a bonalang. O ne a bo a gakolola ba Bokone Botlhaba go loma molomo wa tlase, ba gagamatsa setoropo mo dintlheng tse dingwe, tse ba ka tswang ba butse phatlha mo go tsone, go netefatsa gore ba tsaya maemo a ntlha mo ngwageng o o tlang. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro wa lephata la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Boikarabelo Diane o ne a supa fa go bereka ba bopagane, ba le seopo sengwe le gone go tsaana ka tekatekano e bile ba gakololana e le badiredi ba kgaolo, e le gone go nnileng le seabe mo go reng ba bone maemo a a itumedisang ao. A re dingwe tse ba di itumelelang, ke go itshegela ditema mme ba bo ba netefatsa gore ba a di diragatsa, a re mo godimo ga moo, ba tlhomamisa gore ba tsaya dikgakololo tsa ba ba ba thusang, ba bontsi jwa bone e leng banana mme ba di tlhotlhe go bona tse di ka ba berekelang. Mme Diane o ne a gwetlha babereki ka ene go tswelela ka mowa oo, ba leka go diragatsa maikemisetso a lephata, go netefatsa gore ba tsaya maemo a ntlha mo ngwageng o o tlang. O ne a bo a lebogela kemonokeng ya maphata a mangwe ka go farologana a a mo kgaolong, a supa fa le one a na le seabe mo go kgoneng ga bone. Bangwe ba ba neng ba tsene moletlo oo, ke mothusa kgosi ya motse wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga le molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela, ba ba galaleditseng maiteko a badiredi ba lephata leo mo kgaolong, ba ba gwetlha go tswelela ba bereka ka thata. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgang ya lefatshe e sa ntse e phagetse E tlaa re Phalane a ya fifing lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le ntshe tshwetso mo kgannyeng e mo go yone le kopilweng go tsereganya gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya lefatshe le le abetsweng mabitla a kgaolwana ya Ratlhomelang kwa Molepolole fa gare ga khansele ya Mokwena le Rre Clement Kgosiemang. Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Moemedi Babitseng o kopile gore lekgotla le fiwe sebaka sa go sekaseka kgang eo le lebile mabaka otlhe a bobedi jo go akarediwa ditlankana tsa dipeo tseo pele le ka rola tshwetso mo letsatsing le le sa bewang la Phalane a ya fifing. Khansele ya Kweneng mo boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya ga Ratlhomelang e kopa ba kabo ditsha go ba tshereganya le Rre Kgosiemang ka setsha sa mabitla se mongwe le mongwe mo bobeding jo a tlhalosang e le sa gagwe. Rre Kgosiemang o supile ngongorego ya gagwe lantlha ka setsha seo ka 2010 mo a neng a ikuela kwa kgotleng ya ga mmakaseterata ka taelo e e neng ya ntshiwa ke Rre William Modise gore VDC e emise ditlhabololo mo lefelong leo pele kgang e ka rarabololwa. E rile a ntsha mabaka a tshoboko ya kgang, mmueledi wa khansele, Rre Yamikani Patson a kopa lekgotla go ela tlhoko bosupi jotlhe, a tlhalosa fa Rre Kgosiemang a batla go ikgagapelela lefatshe la morafe le le iseng le abelwe ope ntle le komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa ga Ratlhomelang. Rre Patson o gatelela gore lekgotla mo tshwetsong ya lone le seka la ikgatholosa mabaka otlhe a a supagetseng a gore kgang ya ga Rre Kgosiemang e ‘matswakabele e bile ga e na boammaaruri bope fa e se fela go ikgagapelela lefatshe la morafe’. O kopile gore Rre Kgosiemang o amogwe lefatshe lotlhe la kgaolo ya ga Ratlhomelang le go supegang le tsene mo diatleng tsa gagwe ka tsietso le go wetsa ka go thuba ntlo ya gagwe ya bonno e e kwa ntle ga masimo a mabedi a a bolelang fa a a rekile mo go Rre Kgopolo Thipe le Kakanyo Monnaemang. O latotse ntlha ya gore Rre Kgosiemang o amana ka gope le setsha sa mabitla a a abetsweng morafe wa ga Ratlhomelang, a supa fa se se kaegang e le tsietso e e dirilweng ka go dirisa dipampiri tsa tshimo ya ntlha e Rre Kgosiemang a e rekileng mo go Rre Thipe ka jaana le mohumagadi wa ga Rre Thipe a latotse fa ba kile ba nna le tshimo mo setsheng sa mabitla se Rre Kgosiemang a bolelang e le sa gagwe. Mmueledi wa ga Rre Kgosiemang, Rre Bugalo Maripe a re lekgotla le tshwanetse go itebaganya le ntlha ya gore khansele e iphetlhela Rre Kgosiemang ka gore ngongorego ya bone e ganetsana le se se mo mokwalong wa kwa tota setsha sa mabitla se leng teng. Rre Kgosiemang ene ga a bonye ka go supa fa tshimo eo e le ya gagwe e bile a e rekile mo go Rre Thipe yo a sa tlholeng a le botshelong, a supa gore rre yoo abo a ne a sa rerisa mosadi wa gagwe ga se kgang e e ka mo rontshang lefatshe le a dumelang e le la gagwe. Setlankana sa tshimo e go buiwang ka yone go supega e le sa 1973 mme se supa setlanyo sa lekgotla le le botlana la Molepolole sa 2000 le nomore ya Omang. E re ntswa Rre Kgosiemang a kopilwe go arabela dipharologanyo tseo, a re le ntswa a tlhaloganya fa nako eo e ne e le pele ga go nna teng ga makgotla a kabo ditsha le dikarata tsa Omang, o dumela fa seo se ka arabelwa ke ofisi. Rre Maripe o gateletse ntlha ya gore lefatshe ke la ga Rre Kgosiemang, mme a supa gore dintlha tse di belaetsang jaaka nomore ya Omang le setlanyo e ka tswa e le phosego ya mokwadi.BOKHUTLO society 9 Mopenwaeng poso ya Bakwena Mo malatsing a maloba, poso e ne e le nngwe yone konokono ya go tlhaeletsana le lefatshe ka bophara. Morafe mongwe le mongwe o ne a na le kwa amogelelang dikwalo tsa poso teng, mme selo se se rurifadiwa ke setlhare sa Mopenwaeng wa poso ya Bakwena. E rile fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Keineetse Sebele o kaile fa setlhare se sa Mopenwaeng se simolotse go dirisiwa e le poso moragonyana fa morafe o sena go fudusa motse go tswa kwa Ntsweng kwa gone jaana e leng boremelelo jwa modiro wa ngwao ya Bakwena wa Dithubaruba. A re kgotlakgolo ya Bakwena e ne ya agwa fa pele ga setlhare se mme ga tlhongwa rre mongwe go nna raposo. O boletse fa raposo a ne a amogela poso go tswa mafelong a a farologaneng mme a e balele Bakwena ba ba neng ba sa itse go bala morago a phatlalatse bontlha bongwe jwa dikwalo le motse otlhe wa Molepolole. Kgosi Sebele o kaile fa bontsi jwa poso e e neng e amogelwa e ne e tswa kwa masoleng a Bakwena a a neng a ile ntweng ya bobedi ya lefatshe, meepo ya Afrika Borwa le go tswa kwa diofising tsa puso ya bokolone ya ga Mmamosadinyana. O supile fa setlhare se sele mosola thata ka e le yone poso ya ntlha ya Bakwena mme go le botlhokwa gore se tlhokomelwe ka se supa ditso tsa batho ba Molepolole. A re setlhare se se ne sa tsisa mowa wa boipelego mo setshabeng sa Molepolole segolo jang masole a a neng a ile ntweng a tlatsa ka go re masole ao ene yare go lemoga botlhokwa jwa poso ka go ba golaganya le masika a bone ka nako ya ntwa, batla ba aga poso ya Mathubantwa mo motseng oo go boeng ga bone kwa ntweng. O boletse fa setlhare se se ka dirisiwa e le sekai kana thuto ya mosola wa go tlhokomela matlotlo a tlholego mo setshabeng, a re setlhare seo jaanong se ngokela bajanala mo motseng wa Molepolole go tla go ithuta ka ditso tsa poso le ka fa Bakwena ba neng ba tshela ka teng bogologolo pele ga metlhale e mesha ya ditlhaeletsano e tsena mo tirisong. Kgosi Sebele a re kwa ntle ga poso, setlhare se, se ne se nnwa moriti, go jewa maungo a sone mme a tlatsa ka gore more o one o dirisiwa gape go dira ditlhomeso le kgobati e bile se ntsha mafura a a neng a dirisiwa go bolaya dibokwana mo maleng a leruo. Kgosi Sebele o ne a supa fa mopenwaeng o wa poso e le letlotlo la ngwao le le sireleditsweng ka molao wa tshireletso matlotlo a tlholego mme se tlhokometswe ke ba lephata la tshomarelo ditso ka tshwaragano le banni ba Molepolole. economy_business_and_finance 3 Borogo bo tla fudusediwa kwa nokeng ya Makobo Banni ba Mathangwane ba boleletswe fa borogo jwa ditshipi jo bo neng bo tlhomilwe mo nokeng ya Nyamabisi bo tlaa fudusediwa kwa nokeng ya Makobo. Seo se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tonota bokone, Rre Fidelis Molao fa a ne a a araba matshwenyego a banni ba motse oo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano. Rre Molao a re tiro ya go fudusa borogo e simolotse ka go setse go gopilwe fa bo yang go tlhongwa teng. O ne a tlhalosa fa kompone e e dirang tiro eo, e santse e batla didirisiwa tse di tlaa tsholetsang ditshipi tsa borogo joo go bo isa kwa bo batlegang gone kwa nokeng ya Makobo. O ne a rotloetsa banni go nna le mowa wa boithaopo go tlogela mokgwa wa go ikaega mo pusong, ka go dira ditiro dingwe tse ba ka di kgonang ba le morafe. Mopalamente o ne a gatelela ka gore, mokodue go tsoswa o o itekang. A re ba tseye malebela mo banning ba kwa Semitwe ka ba ikagetse ntlo ya kokelwana ba bo ba kopa puso go ba hirela bodiredi. Banni ba ne ba tlhalosa fa ba tshwenngwa ke borukuthi jo bo golelang pele jwa go thujwa ga dikgwebo le go utswiwa ga megala ya motlakase. Kgosi Itikeng Mathangwane o ne a bolela fa esale ba ikuela ka borogo go kgabaganya noka ya Makobo nako kgolo ke eno le motshelakgabo mo tseleng ya Mathangwane/Mandunyane. Mongwe wa banni, Kgosi Lowanika Mpatane o ne a kopa gore puso e fokotse bodiredi ka nako ya thulaganyo ya nyeletso lehuma, a re go dirisiwa madi a mantsi ka nako eo a ka one go ka bo go dirilweng sengwe ka one.Kgosi Mpatene o ne a dumalana le molao kakanyetso wa botsogo, a re o tla sireletsa setshaba. Fa a tshwaela ka kgang ya borukuthi jo bo sa jeseng banni di welang, mookamela mapodisi a Tatitown, Superintendent Cyprian Magalela o ne a bolela fa banni e le bone ba ba itlhabang ka thipa mpeng ka go baya batho ba ba sa tsenang mono e se ka fa molaong mo malwapeng a bone. O ne a ba kopa go thusana le mapodisi go lwantsha seemo seo. A re mapodisi ka nosi a ka se kgone ntle ga go thusana le morafe. Mopalamente Rre Molao o mo loetong la kgaolo ya gagwe go tsaya megopolo mo setshabeng go isa ko palamente e e tlang. Bokhutlo politics 7 Bakgatla ba rotloeditswe go tswelela ka go tshegetsa ngwao lick to see more pictures Bakgatla- ba- ga- Mmanaana ba sa tswa go tshwara moletlo wa dikgafela bosheng kwa kgotleng kgolo ya Moshupa. Moletlo o, o o neng o tshologetswe ke batho ka go farologana, dikgosi, matona a puso, Bakgatla go tswa Disaneng kwa Afrika Borwa ga mmogo le ba bangwe go tswa kwa Lesotho, o simolotse ka go goroga ga bojalwa go tswa mo makgotlaneng ka go farologana. E rile a bula moletlo oo semmuso, sebui segolo sa letsatsi Rre Meshack Tshekedi go tswa kwa Botswana Investment and Trade Centre, a akgolela Ba-ga-Mmanaana go bo ba tsweletse ka go tshegetsa ngwao ka go dira moletlo oo. A re go dira jalo ke sesupo sa gore morafe o gatetse pele ka go ikgakologelwa le go tlotla ngwao e bile a re ke go supa gore ba dirisana sentle le kgosi ya bone. O tlhalositse gore boikarabelo jwa bone ke go tsamaya ba rotloetsa Batswana go ikgakologelwa ba tsosolosa ngwao. A ba a leboga Kgosi Oscar Mosielele go bo a rotloetsa morafe wa gagwe go dira moletlo oo, a solofetsa fa ba tlaa tswelela ba ba ema nokeng. Rre Tshekedi o ne a ntsha cheke ya P10 000 a e neela Kgosi Mosielele go ba rotloetsa mo maitekong a bone.A re o tlhaloganya gore ga se tiro e e motlhofo. Kgosi Mosielele ene o ne a tlhalosa fa moletlo oo wa dikgafela o direlwa go lebogela temo e e fetileng le go baakanyetsa e e tlang. A re ba na le ditso le Bahurutshe boo Manyana. A re o tlaa bitsa morafe wa gagwe go ipelela ditso tsa Bahurutshe gaufi le legaga la ga Mma Sechele. A re Bahurutshe ba innile le seabe se segolo mo ntweng ya Dimawe e e neng e thulantse basweu le merafe ya Batswana. A re legaga leo le na le ditso tse di nonofileng ka le ile la fitlha bahumagadi ba bararo ka nako ya ntwa. O ne gape a lebogela madi ao, a re a a ba kgothatsa, a ba a leboga baeng ba ba sa iponang tsapa go tla go ba thela malepe. E re ka moletlo wa Dikgafela o ikaegile ka temo segolo jang ya komelelo, Rre John Stegling go tswa kwa Lephateng la Tepo Loapi o tlhalositse fa pula mo kgaolong ya Borwa e le boutsana go simolola ka ngwaga wa 1992. A re phetogo ya loapi e ama mongwe le mongwe ka jalo a ba kopa go fetola ka fa ba lemang ka teng gore ba kgone go dira dipoelo. Mookamela ditirelo tsa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Borwa Rre Gwilizani Maposa ene o rotloeditse batsena- moletlo go dirisa dipeo tse di bogadi bo gaufi le go dira temo ya tshomarelo. Gape o ba rotloeditse gore ba seka ba ipona tsapa go lema ka paka ya mariga. A re e bile fa ba lemile mo pakeng ya mariga ba ka bona dikatso tsa selekanyo sa P500 tema nngwe le nngwe. Moletlo o, o ne wa natefisiwa ka mmino wa dikhwaere, mmino wa setso ga mmogo le poko ka go farologana go jewa dijo tsa setso jaaka kabu, dithotse le tse dingwe go supa ngwao. arts_culture_entertainment_and_media 0 BPC e ruta bagodi ka tsa botsogo Ba koporase ya motlakase ba ikgolagantse le ba sepatela sa Palapye ba supile fa botsogo jo bontle e le konokono mo botshelong jwa motho, bogolo jang bagodi. Mothusa tona wa tsa papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bana ba tlhokomele batsadi le go tsaya maikarabelo a matshelo a bone, segolo jang fa bogodi bo setseng bo tsene teng. Rre Goya o kopile bagodi go fokotsa dijo tse di nang le nama, mafura le sukiri, a bolela fa di na le seabe mogo tlhotlheletseng malwetsi a tshwana le a madi a matona le jwa sukiri. A re go botlhokwa gore motho a je dijo tse di nang le meroko jaaka sika lwa mabele, merogo le maungo go hema malwetsi a a tsenang ka dijo. O lebogile ba koporase ya motlakase go tsisa dithuto kwa bagoding le go ba thusa go itshidila mmele. Rre Goya o rotloeditse bagodi go nna ba lekola dikokelo le fa ba sena makoa ape go nna ba itlhatlhoba. A re se seka thusa puso kgwetlho ya go fokotsa go reka melemo. Leloko la Botswana Retired Nurse Association (BORNA), Mme Kopano Phologolo o boletse fa modiro o ne o itebagantse thata le bagodi ba ba dingwaga tse di magareng ga 65-75 go ba tlhatlhelela dithuto ka go wa le malwetse a mangwe bogolo jang a a sa tshalanweng. O boletse fa go le botlhokwa gore bagodi ba tlhalosediwe ka fa ba ka itlhokomelang ka teng mo go tsa botsogo go itsa ditlamorago tsa makoa a sennela ruri. O ne a tlhalosa fa go wa go bakwa thata ke malwetse a go tshwana le a sukiri, matlho, tlhaloganyo, ka ditokololo le marapo di sa tlhole di neela motho nonofo ya go itsetsepela fa a emelela kana a tsamaya. “Go wa ke ga mongwe le mongwe mme mo bagoding go diphatsa ka gonne marapo ga a sa tlhole a tiile jaaka pele mo go ba bayang mo diphatseng tsa go gobala ka jalo ke sone se re boneng go le maleba go ba ruta ka fa ba ka itshireletsang ka teng,” go bua Mme Phologolo. Mme Phologolo o ne a bolela fa go le botlhokwa gore motho a nne a itshidila, ka jalo a gwetlha bagodi go nna matlhagatlhaga mo go tsa itshidilo mmele gangwe le gape ka go ba baya mo seemong sa go hema malwetsi mangwe le go ba nonotsha mo mmeleng. O ne a ba kopa go tlhokomela dipilisi le go di kgaoganya ka tsela e e ka ba thusang gore ba seka ba lebala go di nwa ga mmogo le go tsaya ditaelo tsa bongaka ka fa di laetsweng ka teng. “Go wa go ka sirelediwa fela fa motho a ka leka go tshegetsa botsogo jwa gagwe ka go nna ngaka ya jone ka gonne motho ke ene fela o ka itlhokomelang go thibela malwetsi a a ka tlhofofatsang botshelo jwa gagwe. Bona ba bongaka fa o sa tsoga sentle kana o lemoga sengwe se se sa tlwaelesegang,” ga bolela mme Phologolo. Mookamela ditirelo tsa baji-bareki wa BPC Mme Germinah Modimoopelo o boletse fa ba koporase ba tshwentswe ke bogodu jwa megala ya metlakase jo bo ileng magoletsa le go thubiwa ga di tshipi tsa motlakase mo Palapye. O boletse fa go dira jalo go tsenya batho mo diphatsheng tsa go gobadiwa ke motlakase kana go dira gore motse o time otlhe. O kopile bagodi gore ba seka ba lema ditlhare ka fa tlase ga ditshipi le megala ya metlakase ka go le kotsi mo matshelong a bone. “Metsi le motlakase ga di kopane, ka jalo re kopa bakgweetsi go hema go thula dipale tsa motlakase ka megala e felela e rapame fatshe mo e re fa dipula dina go nne borai mo matshelong a batho,” ga bolela Modimoopelo. A re go botlhokwa gore batho ba tsibose BPC kana ba sepodisi mabapi le se se ka tswang se senyegile gore go kgonwe go baakanngwa ka potlako. O kopile batsadi go kgalemela bana go tshamekela fa tlase ga ditshipi le megala ya motlakase. Mookamedi mogolo wa kgotletso wa koporase ya motlakase Rre Zwilithini Witbooi o tlhalositse fa bagodi le bone ba tlhokana le ditirelo tsa go itshidila mmele ka go tshwanetse ga nna le neelano magareng ga botsogo jwa mmele le tlhaloganyo. O boletse fa maikaelelo e le go rotloetsa botsogo jo bontle mo matshelong a batho ba ba setseng ba godile. Rre Witbooi o tlhalositse gape fa maikaelelo e le go dira modiro wa go ruthuntsha bagodi ka tsa botsogo ngwaga le ngwaga gore ba tle ba nne le seabe mo botsogong jwa bone. O boletse fa go le botlhokwa gore bagodi ba nne le botsipa jwa go itse ka borai jwa motlakase le gore ba ka itshireletsa jang mo go one. O tlhalosa fa botsogo bo le botlhokwa mo malatsing a bonana le a bogodi. BOKHUTLO health 6 Dikomiti tsa ditlhabololo di tla dirisa melawana e mesha Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, o boleletse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo kwa Palapye gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e tlaa simolola go tsamaisiwa ka melawana e mesha ya dikgaolo. A re jaanong di ka kgona go sekisa le gore di ka sekisiwa fa go na le lebaka la gore di sekisiwe fa go na le dikgang tse di fatlhang kana di sa itumedise setshaba. O boletse fa dingwaga tsa maloko aa tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di okeditswe gotswa mogo tse pedi go ya kwa go tse tharo. A re go na le matshwenyego a gore fa morafe o sena go tlhopha maloko a dikomiti go tswafoo o aba latlhelela o sa ba eme nokeng go dira tiro e ba e tlhophetsweng. E rile a buisa ba ba tlhophetsweng maemo mangwe mo komiting, a tlhalosa fa batho bangwe ba batla go ka tlhophiwa mme e be ere fa ba sena go tlhophiwa, ba bo ba sa nne tlhaga mo go se ba se tlhophetsweng ebile ba sa tsenelele diphutlhego tsa kgotla kgotsa tsa komiti. Are tlhopho e botlhokwa fela thata mme le fa ntswa bangwe ba sa e tsee tsia ebile ba sena kemo nokeng mo mananeong a ditlhabololo tsa motse. O ne a kgotlhatsa baphutlhegi go ka dirasana mo tlhophong ya bone. Fa a bua ka ditirelo tsa Ipelegeng, are komiti ya VDC e nale thata ya go ka tlhapa badiri ba ipelegeng mme one a kopa komiti gore e neele batho ba ba tlhapetsweng ipelege tshono le sebaka sa go ke e etelele pele, e seng gore bone ba VDC ba ikgagapelele maemo a ipelegeng. Le baba apeelang ba bereki ba ipelegeng go neelwe tshono baba nang le kgatlhego ya go tsenya letsogo mo ditirong tsa ipelegeng. A kopa baeteledi pele botlhe ba ipelegeng gore ba seka ba nna le mowa wa go tlhapa ka bolosika le botsala. Mo dipotsong motshwara madi wa komiti ya khurumela mme Mmasliden Motshai one a kopa Tona gore go nne le kokeletso dikatso tsa go tsena phuthego are e nne P700 go tswa mo go a ba a fiwang gompieno. Orile a ba araba Tona Tshireletso are o tlaa isa dikopo tsa bone kwa go baba lebaneng aa karetsa le le ya dikomiti e baneng bare ba nale matshwanyego a letlhoko la ditsa tsa go aga matlo a ba a rentisang. Erile a gakolola phutlhego ya VDC mo kganeng e, Kgosi ya motse wa Palapye, Kgosi Michael Maforaga o ne a gakolola baeteledipele botlhe ba komiti tsa VDC go ka batla ditsha le go ka tsenya dikopo tsa ditsha ko lephatleng la kabo ditsha go kopa ditsha mo kgotlaneng nngwe le nngwe mo Palapye ka go nne go ka ba ketefalela go emela ditsha fele mo dikgotaneng tse ba leng mo go tsone. Tona Tshireletso o ne a ba iteela legofi ka tshwaragano e ba nang nayo le boeteledipele jwa motse jaaka dikgosi le makhanselara gammogo le ba boipelego. Modula setilo wa Palapye umbrella VDC, Rre Ndaba o ne a supa matshwenyego otlhe a a farologanyeng e komoti ya gagwe e nang nayo mme Tona Tshereletso o ne a tsaya matshwenyego otlhe a bone a bo a solofetsa fa a tla boela ko go bone mo tsamaong ya nako. BOPA politics 7 Ba lebogela pego ya modulasetilo Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba lebogetse mafoko a modulasetilo wa khansele ya kgaolo eo, Rre City Kealotswe a neng a ba baya pele mo tshimologong ya phuthego e tletseng ya khansele. E rile ba akgela mo mafokong a gagwe, mo phuthegong ya khansele kgwedi eno e le masome a mabedi le motso, ba tlhalosa fa pego ya modulasetilo e amile bontsi jwa dikgang tse di amang kgaolo le lefatshe leno ka bophara jaaka tekodiso palamente ka botsogo jwa setshaba ka tautona wa lefatshe leno, Budget pitso le tse dingwe fela jalo. Le fa gontse jalo, ba ne ba lela ka dilo dingwe tse ba tlhalositseng di ama kgaolo ya bone tse di akaretsang kgokelo ya dipompo tsa metsi mo malwapeng le dikgwetlho tse di nnileng teng mabapi le dikgomo tse di sa tswang go busediwa barui morago ga gore dikgomo tsa bone di bolawe go leka go laola bolwetse jwa tlhako le molomo. Makhanselara ba re go busediwa ga dikgomo kwa kgaolong ya Tati Botlhaba go nnile le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe, ba bolela fa seo se tla fetola banni ba kgaolo eo go nna batlhoki ba nta ya tlhogo, ka dikgomo tseo di lwala ebile di swa ka dipalo tse di tshwenyang. Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose a re fa dikgomo tseo di swa go fitlhelwa di na le dilo tse di sa itsagaleng mo mateng, dingwe go lebega ekete ke dikgwetsi, a re go supa gore kwa di neng di tshegeditswe teng pele di tla go fiwa barui di ne di sa fiwe dijo sentle mo di neng di setse di ja sengwe le sengwe. Rre Tatose o ne a re o na le pelaelo ya gore seo ke sone se se ka tswang se baka makoa mo dikgomong tseo. Le fa gontse jalo, mokhanselara Tatose o ne a leboga puso gore e re lentswa e le fa gare ga dipharagobe tsa kwelo tlase ya itsholelo, e ne ya bona go tshwanela go ntsha madi a a kanang ka P21 878 750 go aga mantlo a borutelo le a boroko jwa barutabana , mmogo le mantwana a boiteketso kwa dikolong tsa metse ya Tsamaya, Tshesebe le Jackalas No II. Mabapi le tsa metsi, makhanselara a kgaolo ya Bokone Btlhaba ba ne ba supa matshwenyego mabapi le koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC), ba re e bonya go gokelela baikopedi dipompo mo malwapeng, bogolo jang ba ba thusiwang ke ba lephata la boipelego. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsamaya, Rre Reginald Mudongo a re ba WUC ba tshwanetse ba tsibogela go thusa batho ba ba tlhokileng lesego ka go ba gokela metsi ntle le tiego epe ka jaana e le one botshelo jwa motho. Ka ntlha e nngwe, mokhanselara Mudongo o ne a re e re ka jaana ba lebogela pego ya ga modulasetilo, fela o tlhobaediwa ke go bo e sa umaka gope dikgang tse di amang lefatshe lentswa e le lone konokono mo ditlhabololong le matshelo a batho. BOKHUTLO society 9 Ditlou di itsa batho go bapala maungo Kgosana Tuelo Tshaile wa Sekondoko mo kgaolong potlana ya Okavango, a re papadi ya maungo a naga e tsamaela go nyelela mo kgaolong ya bone ka ntlha ya ditlou tse di tshosetsang banni matshelo. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Tshaile a re ngwaga ono gone, ba ntse le bothata jo bo tona ka gore ga go ope yo o kgonneng go bapala mokochomu le mongongo ka gore ditlou di sale di ikganeletse kwa nokeng. O tsweletse a re e re ka bontsi jwa ditlhare tsa maungo di mela mo nokeng le fa thoko ga yone, go nna thata gore ba phakelela go gobeya koo ka di ba kgoreletsa go bapala. A re mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba leka go koba ditlou ka go hulela ditlhobolo kwa godimo mme jaanong ga di sa tlhole di sia, boemong jwa seo di nna bogale le go feta, selo se se tsisang boitlhobogo mo go bone bogolo jang ka ba feletswe ke madi a go reka marumo. Kgosi Tshaile a re ba setse ba isitse ngongorego ya bone kwa ofising ya diphologolo kwa Shakawe mme ba tla go leka go di tshosa mme ga go ise go tokafale. O ikuetse mo pusong go potlakela go batla maano a mangwe a go koba ditlou tse a reng di setse di atile fela thata mo kgaolong ya Okavango. Mabapi le setlhare sa mongongo, a re kwa ntle ga maungo a sone a a jewang, go kgonwa go tlhotlha mafura mo go sone ka gore bogologolo morafe wa Hambukushu o ne o sa itse go reka mafura mme o dirisa a setlhare seo. O kopile puso go tsibogela ditsa tlholego ka gonne dingwe di senngwa ke diphologolo jaaka go diragala ka ditlou. Kgosi Tshaile o gwetlhile puso go bapatsa ditlou tse kwa mafatsheng a a gananang le go bolawa ga tsone go leka go di fokotsa gammogo le go itsa kgotlhang e e tsweletseng magareng ga ditlou le setshaba. A re fa mafatshe ao a ka reka ditlou go ya go di rua, palo ya tsone e ka fokotsega mme bothata jwa kgotlelesego tikologo le jone bo ka nna kwa tlase fa matshelo a batho one a tlaa babalesega. Bokhutlo society 9 Go tlaa tlhomiwa lekoko - Modubule Palamente e dumalane gore go tlhomiwe lekoko le le tla bong le lebagane le go tlhotlhomisa dikgang tse di amang mapodisi ka go gopolwa gore fa lepodisi le dirile phoso, barwarrabo ga ba tlhotlhomisiwe kgang sentle. Se se boletswe ke mopalamente wa Lobatse, Rre Nehemiah Modubule mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Woodhall bosheng. Rre Modubule a re e re ka Batswana ba ne ba le sebete se molangwana ka dikgang tse di amang mapodisi ba tsaya gore ya bo e le mo ka mapodisi a itlhotlhomisang, go bonwe gore go tlhongwe lekoko le le ikemetse gore ke lone le tlhotlhomise dikgang tsa mofuta o. A re e ne e re fa lepodisi le diretse motho molato, e bo motho wa go nna jalo a sa dumele gore a mme go tla a tsamaya sentle ka lepodisi leo le tlhotlhomisiwa ke le lengwe, a tlatsa ka gore le fa kgang ya teng e tlhotlhomisitswe ka boammaaruri, ga go dumelwe gore e tsamaile ka fa tshwanelong, go gopolwa fela gore mapodisi ba a sireletsanya ka yo o tlhotlhomisang kgang a ikgopola gore le ene o ka dira molato. Rre Modubule a re go ntshitswe P4m go dira ditiro tsa matlalo mo Lobatse tsa Leather Parker,a re tiro e e tla a tsisetsa banni ba Lobatse ditiro ka go tla a bo go tla dikompone tse di farologaneng tsa matlalo. A re palamente e dumalane le tshotiso ya gagwe ya gore Lobatse a neelwe tshwanelo e faphegileng fela jaaka toropo ya Selibe-Phikwe e diretswe, a tlatsa ka gore se e tla a bo e le tsela nngwe ya go tlhabolola toropo e e saletseng kwa morago mo ditlhabololong e. Rre Modubule o ne gape a bolelela batsena phuthego gore ngwana yo o sa dirang Omang ka nako kgotsa ope fela ga a na go tlhola a duedisiwa madi a go mo dira morago. O tsweletse a re batho ka bontsi ba ntse ba kgona go palelwa ke go dira Omang ka ntlha ya go tlhoka madi a go ne gotwe ba a duele, a bo a re ga se bana fela le bagolo bangwe ba paletswe ke madi go dira karata e. E re ka a ne a beile batsena phuthego kgang ya thuto ya bana ba bone pele, Mme Kedisaletse Mophuting o ne a re bana ba malatsi ano ga ba kgalemelesege ke sone se ba sa direng sentle kwa dikolong. Mme Mophuting o tsweletse a re fa batsadi ba re ba gakolola bana ba, ga ba reetse mo bangwe ba bone ba kgonang go araba ka gore fa ba sa kgona kwa dikolong ba tla a ya go bereka Ipelegeng. A re bana ba go nna jalo ba tlhapatsa batsadi fela thata. A re fa e le ba ba setseng ba le mo Ipelegeng bone ba tlhapatsa bagolo ba ba berekang le bone, e bile le one madi a ba amogelang ga ba itirele sepe ka one fa ese go nwa bojalwa le go reka motsoko fela. Fa a ntsha la gagwe Rre Mosimanegape Botanka o rile o lebogela kgang ya Omang gore e bo e baakantswe ka gore bana ba ntse ba sotlwa ke go dira karata eo. Rre Botanka a re ngwana o ne a kgona go lopiwa P500.00 yo a neng a mo duelela kwa mapodising, a tla a re go molemo thata gore go bo go baakantswe. O bile a akgola mopalamente Modubule a re o dirile go tlala ka diatla kwa palamenteng, le fa go ntse jalo o ne a botsa gore a mogopolo wa dithoto tsa banyalani ga oa direlwa go sireletsa batho bangwe. Rre Ellius Rantleru e ne o ne a tshwaya Batswana phoso a re ga ba itse nnete ga ba ke ba e bua, a supa fa go itsege gore bana ba dikolo ga ba dire sentle ka gore ga go na dibuka, chalk le tse dingwe kwa dikolong tse di ka tokafatsang maduo. Rre Rantleru a re ngwana o ka dira sentle jang go sena se a rutwang ka sone,a tlatsa ka gore fa dilo tse di santse di ntse jaana ga go na jaaka maduo a bana a ka tokafala. Fa Rre Ontiretse Olerilwe e ne o ne a batla go itse gore diphatlha tse di tlogetsweng mo gare ga metse ya Lobatse di tlogeletsweng eng. Mme Serwalo Tumelo e ne o ne a ngongoregela gore maphata a puso ka bontsi mo toropong ya Lobatse a hirisitse, a botsa gore tota mafelo a hirisitsweng ke a bo mang kgotsa ke a ga mang. Mme Tumelo a re o ipotsa gore a tota fa go sena lefelo fela le go ka tweng ke la maphata a puso jaana, a ga se gore gongwe go direlwa gore motho mongwe a tle a akole madi a maphata a a duelang. A re bana ba sekole se segolwane sa Lobatse ga ba kake ba dira sentle ka gore sekolo sa teng se leswe, go diphatlha bana ba tswa gongwe le gongwe, a re o ipotsa gore a bagolwane ba kile ba etela sekole se go ya go bona matlhotlhapelo a a koo. Bontsi jwa batsena phuthego e, ba ne ba supa fa go le leswe kwa dipateleng tsa Lobatse ka bobedi e bile go sena dikobo. Ba re ba ipotsa gore a mme molwetsi o ka sidilega a okelwa mo lesweng e bile go sena se a ikokegang ka sone, mme bangwe ba supa fa ba ne ba dirisa di tsa bone fa ba robetse kwa sepateleng sa Athlone. Ba re se se gakgamatsang ke gore mo tumalanong ya konteraka, go supile fa rakonteraka a tla tlhokomela sepatela seo ka tsotlhe tse di tlhokegang di tshwana dikobo,malao le yone mesamo tota. Fa akgela mokhanselara wa Woodhall Rre Molaodi Mantle o ne a re batho ba tshwantshanya dilo tse di sa tshwaneng fa e re ba bua ka dikobo tsa dipatela ba bo ba bua ka tse tautona a di abang. Rre Mantle a re ene ga a itse gore a dikobo tse tautona a di abang e a bo ele tse di kopetsweng sepatela kana jang. A re e le bagolwane jaaka makhansela, molaodi le ba bangwe ba ne ba etetse sepatela sa Athlone ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o no. Rre Mantle a re dilo tse dintsi di ntshiwa mo Lobatse ga a itse gore mathata ke eng, ntswa ba okametswe ke dikgaolo jaaka Ramotswa,Kanye le kgaolo potlana ya Goodhope. Bokhutlo society 9 Ngwao e nonotsha itsholelo Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane o tlhalositse fa ditso tsa ngwao di nonotsha itsholelo le go tokafatsa matshelo a Batswana. Kgosi o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao, o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng se se botlana sa Supang ka Laboraro (Seetebosigo 17) kwa Letlhakane. Rre Kegapetswe a re lefatshe la Botswana le tlwaelesegile ka ngwao ya Setswana e e lemogwang ka mmino, kapari, meletlo, dijo ga mmogo le meletlo e e farologanyeng, ka jalo e tshwanelwa ke go somarelwa, go godisiwa,go tlhatlosiwa le go rekisiwa kwa mafatsheng a sele go tlhabolola matshelo a batho. A re moletlo oo o tlaa fa banni ba kgaolo ya Boteti gammogo le baithuti ba Supang monyetla wa go ipapatsa ka go supa tiro ya diatla le bokgeleke jwa ngwao mo dilong di tswana le go bina, go boka, go bua le go betla. O supile fa lefatshe la Botswana le ikaegile thata ka dithoto tse di tswang kwa ntle, selo se a reng ke kgwetlho ka lefatshe leno le isa madi a mantsi kwa mafatsheng a sele. Rre Kegapetswe o ne a tlhalosa fa seo se ka dibelwa fela fa Batswana ba ka batlisisa dikabelwa tsa bone mo dikarolong tsotlhe tsa ngwao go imolola mo lehumeng. O ne a lebogela borara jwa sekole sa Supang go bo ba lemogile bomosola le botlhokwa jwa go somarela ngwao ya Setswana. Mogokgo wa Supang, Mme Mercy Bayani o ne tlhalosa fa go ipelela ngwao e le selo se ba sa bolong go eletsa go se diragatsa mme ba ne ba retelelwa ke go dira jalo ka ntlha ya mabaka mangwe, a re ngwaga ono ba kgonne go ipelela letsatsi la ngwao ka ntlha ya tirisanyommogo ya bone le barutabana, baithuti gammogo le batsadi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Tsenang diphuthego tsa kgotla -Olopeng Tona wa lephatala Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Thapelo Olopeng a re banana ba tshwanetse ba ikiteye ka thupana go netefatsa gore ba tsena le go tlotla diphuthego tsa kgotla ka dinako tsotlhe. Tona Olopeng o ntshitse kgakololo e, kwa phuthegong ya kgotla kwa Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng. A re banana ba tshwanetse ba itse fa dikgotla e le tsone motheo wa lefatshe leno, ka jalo e le lefelo le ka lone ba ka anyang botsipa jwa go tshegetsa ngwao le setho se se eletsegang, a ba kopa gore ba nne le tirisano mmogo e bile ba kope dikgakololo mo bogosing ka seo se ka ba isa golo gongwe mo botshelong. Rre Olopeng, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Tonota, o gwetlhile banana go itse le go ikanya Modimo ka dipaka tsotlhe, a ba kgalema kgatlhanong le mokgwa wa go kgaphela dilo tse di botlhokwa go sele, ba re di siilwe ke nako. Mo go tse dingwe, Tona Olopeng o ne a ba gakolola go tlhokomela dikgwebo tsa bone a gatelela mo go ba ba boneng dithuso tsa dikgwebo tsa leruo, a re go dira jalo go tlaa ba thusa go tsholetsa le go tlhabolola matshelo a bone le go namola lefatshe leno mo manokonokong a letlhoko la ditiro. A re e re ka jaana puso e leka bojotlhe go godisa boleng jwa banana e bile e tshwenyegile ka letlhoko la mebereko, ke ka moo e tlhomamisang gore monana ope yo o dirileng kopo ya go thusiwa ka kgwebo, a bone karabo mo malatsing a le masome a le mararo, a bo a tlhalosa fa lephata la gagwe le thusa banana ka go bula kgwebo ya mofuta mongwe le mongwe kwa ntle ga e e amanang le nnotagi. Rre Olopeng o kopile banana go dirisa maranyane a Facebook ka fa tshwanelong, a re ba na le mokgwa wa go dirisa maranyane a ka fa go sa tshwanelang mo e bileng bangwe ba kgonang go bega loso phatlatsa mo go one ba masika ba ise ba itsisewe. A re boemong jwa seo, ba a dirise go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone gore le bone ba nne bahumi ba popotla ba kamoso. E ne e rile a amogela tona mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Maruje III wa Masunga a itela mo go ene ka go sa duelwa ka nako ga banana fa ba sena go inaakanya le dikgaisano tsa ga Tautona tsa dikgaolo, seemo se se sa jeseng diwelang sa lebala la metshameko la Masunga ga mmogo le dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya lone. Kgosi Maruje III o boletse fa lebala leo la metshameko le tlhoka go baakanngwa mo go tseneletseng ka jaana le le mo seemong se se sa kgatlhiseng, a tlatsa ka gore go bo gape motlhokomedi wa lone a le kwa Francistown, se se ketefaletsa banni ba kgaolo go le sola molemo. A re mo godimo ga moo, banana le bangwe ba ba nang le keletso ya go dirisa lebala mo ditirong tse di farologaneng ba nna ba lela ka dituelo tse di kwa mankalankaleng. Banana le bone fela jalo ba ne ba nna le sebaka sa go begela tona matshwenyego a bone le go tswa ka megopolo e e farologaneng e ba kopang gore e diragadiwe go tokafatsa mhama wa bone, jaaka bangwe ba badiragatsi ba neng ba kopa gore ba okelediwe nako ya go tshegetsa maitiso gore ba kgone go kokoanya lemmenyana le le botoka. Mongwe wa banana, Rre Refilwe Dube o ne a supa matshwenyego tebang le boutsana jwa go abelwa dithendara bogolo jang ke ba lekalana la Botswana Housing Corporation(BHC), a re go le gantsi go nna go buselediwa dikompone di le dingwe fela mo kagong ya matlo a SHHA. Rre Okeditse Pharithi ene o ne a supa fa melawana mengwe a ba tlamegang go e diragatsa fa ba dira dikopo tsa go simolola kgwebo, e ba baya ka fa mosing ka jaana ba bo ba ise ba nne le letseno la madi go ka diragatsa melawana eo. Tebang le dikopo le matshwenyego mangwe a a neng a neng a rolwa mo phuthegong eo, tona Olopeng o ne a tshepisa fa ba tla di lebisisa le go sekaseka go bona gore tsela go ka tsewa efe. Le fa gontse jalo, e ne ya re fa a tshwaela mo mogopolong wa ya go okediwa ga dinako tsa badiragatsi, Rre Olopeng a supa fa a dumalana le one, a re mme fela seo se dirwa bokete go diragadiwa kantlha ya go sa itshwareng sentle ga banana. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tshwaragano e ka tokafatsa maduo Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Borwa, Rre Goitsemodimo Mmusi, o kopile banni ba Magoriapitse go tsenya letsogo mo thutong ya bana. Rre Mmusi o buile se,kwa moletlong wa go ipelela maduo a sekole se se botlana sa Magoriapitse ka bosheng. O supile fa tshwaragano ya barutabana, batsadi le bana e ka tsisa maduo a mantle kwa dikoleng. A re sekole sa Magoriapitse se kile sa bo sa se dire sentle, mme ka ntlha ya tshwaragano ya boraro joo, maduo a tlhatlogetse godimo ka bongwe mo lesomeng. Lefa go ntse jalo, Rre Mmusi a re ba na le mathata a barutabana bangwe ba ya reng ba sena go rutiwa tiriso ya didirisiwa tsa thuto, ba bo ba di dirisa ka nakwana morago ba bo ba tlogela a re se ga se a tshwanela go diragala. O ne a rotloetsa barutabana go tsweledisa ka botsipa joo, ka bo ka thusa thata go oketsa maduo a sekole. Fa a ntsha la gagwe, mookamedi wa Lodubeng park kwa Kanye, Rre William Letlamma a re o lemoga fa bana ka bontsi ba tlaa tsaya dietsele mo ngwageng o o tlang ka fa a bonang sekole le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tshwaraganeng ka teng. “Tshwaragano ya lona e ka isa serodumo sa sekole golo gongwe. Tshwarang ka thata fela jalo,” a kopa. Rre Letlamma o supile fa dikole tsa malatsi ano di fetogile madirelo a borukutlhi. “Bana ba dikole ba malatsi a no ba goga metokwane. Ke ipotsa gore a malatsi a go tlaa rutwa mapodisi a le mo matlong a borutelo,” Rre Letlamma a botsa. A re go botlhokwa gore batsadi ba etele dikole kgapetsa kgapetsa go ya go bona tiro ya bana a re se, se ka thusa go lemoga bana ba ba sa direng sentle le go bona ka fa ba ka thusiwang ka teng nako e sa ntse e le teng. Rre Letlamma a re se se ka rotloetsa bana ba go nna jalo gore le bone ba iteke ka ba tlaabo ba lemoga tlhwaafalo ya botsadi mo thutong ya bone. O kopile puso go latlhelela barutabana sengwe se se ka ba tiisang mooko mo tirong. “Morutabana wa sekole se se botlana o tshwara bothata ka ke ene yo a simololang go ruta ngwana go bala le go kwala,” a tlhalosa. Rre Letlamma a re ngwana o tshwanetse go rotloediwa go dira se a se kgonang, ka se ka mmetlela bokamoso. education 4 Ga ba itumelele kgokgontsho ya bana Makhanselara a Kgalagadi a supile fa a sa itumelele dikgang tsa kgokgontsho ya bana tse di tsweletseng ka go begwa mo kgaolong. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya khansele e e simolotseng bosheng. Ba boletse jalo fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele eo Rre Justice Nkwane yo o neng a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho ya bana le petelelo di tshwenya mo kgaolong. Modulasetilo o tlhalositse fa kgokgontsho ya bana bogolo jang ba basetsana e sa jese diwelang mo kgaolong. A re go na le dikgang tse supa tsa go robala le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga le tse thataro tsa petelelo, a re se ke sesupo sa gore molao wa bana wa 2009 ga o obamelwe. O ne a kgothatsa ba-n a -le- seabe gore ba dire ka thata go netefatsa gore seemo seo se a fetoga. O tsweletse a tlhalosa gore go na le madi a a fiwang ba-na-le-bogole le mananeo a a itebagantseng le go ba ntsha mo lehumeng mme a kgothatsa bao ba ba maleba gore ba netefatse gore ba a ba thusa. Mokhanselara yoo itlhophetsweng Mme Bakae Mathule fa a ntsha la gagwe o supile fa dikgang tsa go phoraphora bana le petelelo di ngomola pelo. A re seemo se se tshwanetse go elwa tlhoko mme badiramolato ba gagamalediwe kotlhao gore ba bangwe ba ba nang le dikakanyo tsa go dira tiro e e maswe eo ba tshabele kgakala. Mme Mathule a re go tshwanetse ga ntshiwa pego e e supang gore ke badiramolato ba le kae ba ba tseetsweng dikgato tse di maleba le gone gore ba na ba mohuta oo ba thusiwa jang morago ga tiragalo eo. Makhanselara a mangwe le one a supile fa pego ya ga modulasetilo e sa wela ka jaana e sa supe gore, e re ka metse ya Kang le Werda e supilwe ha e na le borukutlhi jo bontsi a seemo seo se setse se ritibetse kana se ntse se tshwana fela. Ba tsweletse ba ngongorega ka gore lephata la thuto ga le a ntsha pego ya gore e re jaaka lefatshe ka bophara le ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa mephato yotlhe go simologa ka wa lekwalo la bosupa go ema ka mophato wa botlhano, le ipaakantse go le kae go netefatsa gore ditlhatlhobo di tsamaya ka thelelo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bomme ba gatetse pele E re ka puso e dira ka natla go tlhabolola matshelo a Batswana, bomme Mmapula Ramosoka le Setlogetswe Moatshe ba bone go tshwanela go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. Bomme ba, ga ba a ipona tsapa go tokafatsa matshelo a bone ka jaana ba ne ba tswa ka megopolo e ka yone ba ka inamolang lehuma. Bobedi jo bo tlholega mo kgotlaneng ya Moatshe kwa Lerala. Ba re ga ba eletse go ipona e le bakopi . E ne ya re fa ba bona ba aperwe ke lehuma, ba nna le megopolo ya go simolola kgwebo e e bogadi bo gaufi, ba bo ba bona go le botoka go dira sengwe se se ka sekeng se ba lope madi ape gore ba se simolole. Ba dira ditlatla le difala e bile gape ba dira le dilo tse dintsi jaaka go roka ditlhako tsa dipolaseteke le go loga mebese. E ne ya re mo potsolotsong bosheng ba tlhalosa fa ditlatla di dirwa ka setlhare sa motsotsojane le lelodi la mophane mme difala tsone di dirwa ka boloko le molora wa leiso. Ba tlhalositse gape fa mo dinakong tsa bogologolo setlatla se ne se dirisiwa e le setswalo sa matlo mme e bile gape go ne go sena motho yo o ka se bulang fa go tswetswe ka sone. Sefala sone se tsenya dipeo gore di seka tsa jewa ke tshupa kana tsa senyega ka bofefo. Ka jalo dilo tse tsotlhe tse ba di dirisang ga ba di reke, ba di tsaya mahala mme se se bo se ba rotloetsa go dira ka natla le go feta. Mme Ramosoka le Mme Moatshe ba re ba setse ngwao morago, ka jalo ba dira ditlatla le difala go tla ba di supegetsa dikokomane tse di tlang kwa morago ka go lebega ngwao e ntse e phirimelelwa ka bonya ka bonya. Bomme ba ba simolotse kgwebo e ya bone ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole, ba direla mo lapeng mme e bile ba iteile leina ba re Boiteko. Ba re leina la Boiteko le ba rotloetsa go ikemela ka dinao ka mogologolo a rile ‘maano a botshelo ga a site go sita a leso’. E ne ya re fa ba utlwa mokgosi wa Sherwood Market Day ba rwala ditlhako ba ya teng go leka go supa bontle jo ba bo dirang. Ba tlhalositse fa batho mo motseng ba na le kgatlhego mo go se ba se dirang mme ba re barotloetsi ba bone ba popota ke batho basweu ka jaana ba ne ba reka difala le ditlatla ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo gone kwa Sherwood Market Day. Bomme ba ba re ga ba ise ba nne le mathata ape mo tsamaong ya nako ka jaana ba na le merero, bopelotelele le kutlwano mo go se ba se dirang mme e bile gape ba eteleditse Modimo pele mo go tsotlhe tse ba di dirang. Ba re ba dumela gore ga ba na go letlelela dikgwetlho dipe go ba ema tseleng ka maikaelelo a bone ke go bona matshelo a bone a tokafetse. Ba tlhalositse fa madi a ba a boneng a tlaa ba thusa go ora molelo wa mariga bone le ba gaabo ka jaana ba dumela gore le bone ga ba na go tlhoka le yone melora tota. Ba re ba na le ditoro tse ba dumelang gore e tlaa re lengwe la malatsi botshelo jwa bone bo fetoge mme ba tshwane le bana ba malwapa a mangwe. Bomme ba ba rotloetsa botlhe go iteka, go itsosa le go itirela ka natla go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. Mme Ramosoka o gakolotse bomme gore ba lese go robala ka ditlhaloganyo le matsogo ka jaana madi a ka dirwa ka ditsela tsotlhe go leka go itshetsa. A re o dumela gore lehuma ga le na go tshamekela mo go ene mme e bile o supile fa rotlhe re tshwanetse ra tsaya boikarabelo jo bo feletseng jwa go leka go thusa puso go lwantsha lehuma. economy_business_and_finance 3 Ba lebogela mananeo a puso Banni ba Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lebogetse go bo puso e tsweletse ka go itebaganya le dikgwetlho tse di akaretsang bolwetse jwa HIV/AIDS, go nyeletsa lehuma le go tswa ka mananeo a a itebagantseng le bana le bogole. Banni ba ne ba bua se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona mo ofising ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Gaotlhetse Matlhabaphiri. Ba re go a itumedisa go bona ha puso e lemoga gore bana le bogole bangwe ba santse ba gateletswe ke dikgwetlho tsa botshelo hela ka ntata ya seemo sa bone sa botsogo le mororo ba na le bokgoni jwa go ka itirela kgotsa go thusiwa fa ba ka fiwa sebaka. Ba re hela jaaka Motswana mongwe le mongwe, mona le bogole le ene o tlhoka go emelwa ka dinao, go tlhokomelwa mmogo le gone go akola tsotlhe tse di akolwang ke bao ba ba senang bogole ka ebile go dira jalo go ka ba kgothatsa thata mo botshelong. Fa ba itebaganya le kgang ya nyeletso lehuma, banni ba motse wa Ditshegwane ba boletse fa le ntswa ba itse ka lenaneo le mme ebile ba na le kgatlhego e tona ya go kopela ka bontsi mananeo a lone, sebe sa phiri ke go bo ba tlhaelelwa ke ditlamelo dingwe tse di ka ba kgontshang go dira jalo. Ba boleletse mothusa tona Rre Matlhabaphiri ha go tlhoka diofisi ga molemisi le mokenti ba kgaolo ya bone e le gone mo ba go supileng ka monwana gore ke nngwe ntlha e e ba busetsang kwa morago mo go inaakanyeng thata le mananeo a nyeletso lehuma ka jaana mananeo ka bontsi a nyeletso lehuma e le a a amanang le selemisi le sekenti. Ba kopile ka bongwefela jwa pelo mo go mothusa tona Rre Matlhabaphiri gore matshwenyego ao a bone a tsibogelwe ka jaana go sa ba bee sentle go paka ditlamelo ko Letlhakeng le mororo ba tliseditswe molemisi le mokenti mo motsing wa bone mme ba sena ditlamelo kgotsa didirisiwa. Mo go tse dingwe, banni ba Ditshegwane ba ne ba lekodisa mothusa tona fa go atolosediwa ga motlakase le metsi kwa ditsheng tse disha mo motsing wa bone go tsaya nako mme seo se ba diela nako ya go itlhabolola go ya ka fa ba batlang ka teng. Ba mo kopile gore a ba ele ko go ba ba lebanyeng go ya go ba boletsa gore matsapa dia tsaya kae bogolo jang ba itebagantse le ba khampani ya metsi ya Water Utilities e ba kaileng fa e ba bolaisa lenyora fela thata mo motsing wa bone. Ba re e re le mororo ba nna ba kgaletswe ke metsi mme ebile a sa atolosiwe , khamphani eo e tswetse dingwe dipompo tsa morafe tse di neng di ntse di dira gore tshokolo ya go bona metsi e tokafale. Fa a ba kgwa dikgaba, mothusa tona o ne a bolelela banni bao fa lefatshe leno le ntse le faraferwe ke bothata jwa go tlhaelelwa ke metsi le motlakase mme seemo seo go lekwa ka bojotlhe gore se busediwe mo taolong. A re ba se itlhoboge mme ba nne ka tsholofelo ya gore go tlaa siama. Mothusa tona Rre Matlhabaphiri o ne a etetse banni ba motse wa Ditshegwane mo go e mengwe e a neng a e etetse mo kgolong ya botlhophi ya Kweneng bophirima go ba lekodisa ka dikgang di akaretsa HIV/AIDS, Nyeletso lehuma le ka mananeo a amang Bana le bogole. health 6 Baithuti ba abela banni diolela matlakala Baithuti ba sekole sa Boitekanelo College ba ba mo ithutuntshong ya tiro ka nakwana ba le kwa lephateng la botsogo kwa Tutume ba abetse banni ba Tutume ditanka tse ditona tse di bolokelang matlakala. Baithuti bao, ba ba mo ngwageng wa bone wa bofelo kwa sekoleng seo kwa Gaborone, ba roletse banni ditanka tse tlhano ka Labotlhano. Mongwe wa baithuti bao, Mme Dorcus Jonathan a re ba gwetlhilwe ke go bona tikologo ya motse e sa lebege ka matlakala a a gasagasameng gongwe le gongwe. Mme Jonathan a re e le baithuti ba dithuto tsa botsogo ba ne ba bona go tshwanela go dira sengwe se se tlaa fetolang tebego ya motse le go rotloetsa batho go itse ka bodiphatsa jwa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe. A re ka jalo ba ne ba bona go tshwanela go tlhoma diolela matlakala mo mafelong mangwe mo motseng gore batho ba kgone go latlhela matlakala mo go tsone. A re gape ba ne ba leka go tsibosa batho ka mothale o o siameng wa go latlha matlakala go na le go a gasagasa ka a ka kgotlela tikologo, a lwatsa leruo le bone batho tota. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o ne a lebogela baithuti bao tiro e ntle e ba e dirileng. Rre Mokgethi a re ke maiteko a matona, a gatelela gore morogo wa ngwana ga o tlhophiwe ditlhokwa. O boletse fa ditanka tseo di tlaa thusa mo go bolokeng matlakala pele ga a isiwa kwa lefelong la matlakala, a ikuela mo bathong ba motse go tlogela mokgwa wa go latlhela mekoa ya matlakala mo teng. A re tsone di diretswe go latlhelwa matlakala a nakwana jaaka pampiri kana ditsiri tsa dinotsididi. O ne a ba kopa go tswelela fela jalo ka go ruta batho ka bodiphatsa jwa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe. A re ka go dira jalo ba tlaa bo ba bolokile setshaba. BOKHUTLO education 4 Kgaolo ya Kgatleng e amilwe ke bolwetse ba Letshoroma Kgaolo ya Kgatleng e amilwe ke bolwetsi jwa letshoroma jo bo tlwaelesegileng ka leina la Malaria. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, moemedi go tswa ko lekgotleng la Kgatleng District Health Management Team, Rre Kenosi Mogorosi o boletse fa lefatshe leno le itemogetse bolwetsi jwa letshoroma a tlhalosa fa le mo kgaolong ya Kgatleng bo amile mengwe metse. O boletse fa go le gantsi bolwetsi joo bo ama dikgaolo tsa Okavango, Bobirwa le Chobe a tlhalosa fa ba itemogetse gore mo nakong ya gompieno ga go a nna jalo ka le mo kgaolong ya bone bo le teng. O tlhalositse fa bolwetsi joo bo amile dikgaolo tse di akaretsang Kgalapitse e e mo kgaolong ya Oodi, Dikgonnye, Malolwane, Leshibitse, Artesia, Sekotlong a tlatsa ka gore bontsi jwa mafelo a a amegileng ke masimo le meraka. Rre Mogorosi o boletse fa ba lemogile gore bontsi jwa mafelo a a amilweng ke bolwetsi joo ke a e leng gore a na le metsi a le mantsi, go epilwe le mahuti le tlhaga e ntsi. O supile fa mo kgaolong ya Kgatleng bolwetsi jwa letshoroma bo amile batho ba le lesome le borobabobedi a tlhalosa fa ba ise ba nne le dintsho dipe. A re e le ba lephata la botsogo ba tsibogetse bolwetsi joo fela thata a tlatsa ka gore ba tsamaya le metse, meraka le masimo a a amegileng go neela batho kalafi le go tlhatlhoba bao ba ba sa amegang. O gwetlhile setshaba go bona ba bongaka fa ba na le dikai tsa letshoroma tse a boletseng fa e le tlhogo e e opang, sedidi, go tshabelelwa ke serame, mala a a botlhoko le go tsewa ke sedidi. O tsweletse a tlhalosa fa e se lantlha kgaolo ya Kgatleng e amiwa ke bolwetsi jwa letshoroma, mme o supile fa dipalo tsa teng e ne e se tse di tshosang thata a tlhalosa fa ngwaga ono dipalo tsa teng di le ko godimo fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fetileng. A re mo dingwageng tse di fetileng, ba lemogile fa bontsi jwa batho ba ba neng ba amiwa ke bolwetsi joo ke ba ba neng ba tswa ko mafatsheng a a bapileng le lefatshe leno a tlatsa ka gore ba lemogile fa mo bogompienong ba itemogetse gore ba ba amegileng ke beng gae fela ebile ba ise ba etele mafelo a a tlwaelesegileng ka bolwetsi joo. O supile gape gore ba tlhatlhoba batho botlhe ba ba etetseng mafelo a a tshwanang le Kasane le Maun go netefatsa gore ga ba na bolwetsi gore ba tle ba bone kalafi ka bonako. O ne a wetsa ka go rotloetsa setshaba go phepafatsa tikologo go hema gore montsana o seka wa nna teng a tlatsa ka gore bolwetsi jwa letshoroma bo a alafesega mme o ne a rotloetsa setshaba go bona ba bongaka fa ba belaela gore ba na le bolwetsi joo. BOKHUTLO health 6 Makgalemele o akgola mooki wa pele Mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirela puso Rre Dikgang Makgalemele o akgoletse mooki wa pele Mme Anne Thipe seabe sa gagwe mo Shoshong. Rre Makgalemele o buile mafoko a, kwa moletlong o o neng odiretswe Mme Thipe yo o dingwaga di masome a robang bongwe le bongwe wa motse oo ke A re tiro e Mme Thipe a e dirileng e santse e lemodirelapuso ke tiro e ntle fela e ruri, a e supa fa e ne e le motho yo e renga filwe boikarabelo a bo tsee tsia mme a dire ka gotlhe mo a nnang le gone gobona gore o thusa setshaba. O ne a tlhalosa gore ke tshwanelo ya modirelapuso mongwe lemongwe gore fa a filwe tiro ya go thusa batho a e dire fela ka fa go kaeletsegang ka teng, a tlatsa ka gore modirelapuso wa tlhwatlhwa ke yo o dirangtiro ka matsetseleko le ka botswapelo a beile ditshwanelo tsa batho kwa pele. Rre Makgalemele a re batho ba go tshwana le Mme Thipe ba atlhokwa fela thata ka e rile nako ya fa ba santse ba le mo tirong ba bo ba supalorato, boikarabelo, bobelotelele le matsetseleko go thusa setshaba. A re Mme Thipe o ne a dira ka gotlhe mo a nang le gone akaya gore mo bodirela pusong jwa gompieno go na le dielo di le lesome tse katsone badirelapuso ba tshwanetseng go bereka ka tsone. O ne a tlhalosa gore dielo tse di lesome tseo di ne dikwalwa go lebilwe tiro e e neng e dirwa ke bo Mme Thipe ka nako ya bone di nedi seyo me ba ne ba bereka ba di setse morago ba itse fa modirelapuso e le mothoyo o ntseng jang e bile a tshwanetse go itsaya jang fa pele ga batho. Rre Makgalemele a re Mme Thipe ke sekao sa boammaaruri ebile o ka eletsa fa badirela puso ba gompieno ba ka tsaya malebela mo go ene. O ne a leboga ba mokgatlho wa Big Five go bo ba bone gotshwanela go tlotla Mme Thipe a santse a tshela, go mo lebogela tiro e ntle e a O ne a ba rotloetsa gore ga go thona gore ba ise leina la gaMme Thipe kwa maina a isiwang teng gore e re nako nngwe le ene a fiwe tlotla keTautona go bo a diretse lefatshe leno ka botswapelo le bopelokgale. E rile a ntsha la gagwe mmereki ka ene Mme Neo Mogotsi abolela fa a berekile le Mme Thipe ka dingwaga tsa bo 1964 mme e le motho yo o Mme Mogotsi a re Mme Thipe o berekile ka dinako tsa fa go nego sena ditlamelo tse dintsi tsa botsogo mme o ne a seke a ipona tsapa go thusabalwetse a sa re ga gona ditlamelo kgotsa a re nako ya go wetsa tiro yaletsatsi e fitlhile jaanong o a tsamaya ka e bile o ne a kgona go bereka gofeta dioura tse di beilweng gore a thuse batho. Fa a mo tlatsa Mme Omphile Baikepi le ene o ne a galaletsatiro e ntle e e dirilweng ke Mme Thipe a re e ne e le motho yo o boikobo, a le Mme Baikepi a re Mme Thipe e ne e le motho yo o sa lebenggore motho o tswa kae kagotsa o ntse jang a tsaya botlhe ka tekatekanyo e bile A re fa o ka tsena mo motseng wa Shoshong le metse e emabapi go na le bana ka bontsi ba ba bidiwang boMmathipe ka batsadi ba le O ne le e ne a leboga ba mokgatlho wa Big Five go bo ba bonegore ba ka direla Mme Thipe moletlo o a santse a tshela ka o dirile go le E rile a bua ka mokgatlho wa Big Five modulasetilo MmeOnalenna Setsoma a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka maloko a Mme Setsoma a re mokgatlho o wa bone o na le maloko a lemasome a mabedi le botlhano mme ba o tlhamile ba lebile gore go le gantsi e le O ne a tlhalosa gore ba ikemiseditse go thusana le go bonagore bangwe ka bone ba e kileng ya bo e le badirelapuso ba tshela jang e bile A re tiro e ke yone ya ntlha ba e dira mme ba ikaelela godira tse dingwe, a tlatsa ka gore go na le badirelapuso ba bantsi mo Shoshongba ba tlogetseng tiro ka bogodi mme ba ikaelela go ba thusa. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa kgang ya polao Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse masome a mabedi a fitlhetsweng a tlhokafetse kwa Newstance ka Mosupologo phakela. Senior Superitendent Mack Sonny a re mosadi yoo, yo o tlholegang kwa Pandamatenga, o ne a rapaletse mo bodibeng jwa madi, mme ebile a na le dintho tse di supang a tlhabilwe ka sengwe se se bogale. Snr Supt Sonny a re ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Kasane kwa go fetileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. A re ba ne ba tswa letsholo go batla mokapelo wa mosadi yoo, mme ya re ka Labobedi maitseboa ba kgona go mmona. A re monna yoo, yo o dingwaga tse masome a mabedi le bosupa yoo tlholegang kwa Bobonong, o ba thusa ka ditlhotlhomiso, a tlatsa ka gore ba mo tshegeditse go fitlhela a itshupa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata ya Kasane mo bogaufing. E re dikgang di eme jalo, Snr Supt Sonny a re mmelaelwa o nale kgang e nngwe ya mofuta oo, fa pele ga kgotla kgolo ya ditsheko kwa Francistown, mme o ne a letetse tsheko kwa ntle. A re kgang eo e diragetse ka 2016 kwa Pandamatenga. Snr Supt Sonny a re kgang eo ya polao ke ya ntlha ngwaga ono, a tlatsa ka gore mapodisi ba tshwentswe thata ke dipolao tsa batho, a supa gore kwa Kazungula, ba ntse ba nna le kgang ya polao e le nngwe ngwaga le ngwaga go simolola ka 2017. O kopile baratani gore fa ba nna le tlhoka kutlwisisanyo ba itsise batsadi, mapodisi, bogosi kana baboipelego go tsheregeganya. crime_law_and_justice 1 Mapodisi a tshwere segongwana sa babelaelwa Mapodisi a tshwere banna ba le bane ba go belaelwang e le bontlha bongwe jwa digongwana tse di ntseng di tlhorontsha ka go thuba le go utswa dithoto mo dikgaolong tsa Kweneng, Kgatleng le Legare. Mookamela mapodisi a kgaolo ya Kweneng, Senior Superintendent Modise Gabatshwane o boletse mo potsolotsong fa babelaelwa ba le babedi ba santse ba ineile naga. Rre Gabatshwane o tlhalositse fa e ne ya re bosheng, babelaelwa bao, ba ba dingwaga tse di fa gare ga 22 le 32, ba ralala mafelo a le mantsi a kgaolo ya Kweneng ba thuba, mme ba utswa dithoto tsa madi a a ka tshwarang P100 000 mo marekisetsong a bojalwa le mo malwapeng. O tlhalositse fa dingwe tsa dithoto tse di bonweng di akaretsa didirisiwa tsa motlakase jaaka shage ya nama, setsidifatsi, disupaditshwantsho tse thataro, majalwa a sekgowa a a farologanyeng le dijo magareng ga tse dingwe. Rre Gabatshwane a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa banna bao ba dirisa metlhala e le mentsi go senya ka jaana ba fitlhetswe ka didirisiwa di akaretsa diatlana le ditshipi tse di robang mabati le difensetere. Go tlhalosiwa fa banna bao ba dirisa dikoloi tsa modiro wa Honda Fit di le pedi go ya go tse tharo tse go belaelwang ba ne ba di hirisitse, mme ba sale ba inaya naga morago ga go fetisa lebaka la tumalano e e neng e dirilwe. Ramapodisi o ne a tswelela a supa matshwenyego a kgolo ya dikgang tse a tlhalositseng di rotloediwa ke batho ba ba rekang dithoto tsa bogodu, bangwe ba bone e le bagwebi ba marekisetso a bojalwa. A re se se rotloetsa tshenyo ka bao ba ba senyang ba itse fa gona le bareki. crime_law_and_justice 1 Dijo tsa setswana di molemo Dijo tsa Setswana di siametse botsogo jwa ngwana. Fa a bua kwa letsatsing la go supa le go rutuntsha setshaba ka botlhokwa jwa dijo tsa Setswana kwa Takatokwane bosheng, mogolwane go tswa mo lekalaneng la tsa botsogo jwa setshaba, Mme Yvonne Chinyanga o boletse fa dijo tsa Setswana e le tsone konokono mo go tsiseng kgolo e e babalesegileng mo ngwaneng ka jaana di na le dikotla tse ngwana a di tlhokang e bile di siametse mebele ya batho fa go lebilwe seemo sa malwetse a nako eno. Mme Chinyanga a re ntswa dijo tsa Setswana di kaiwa di siametse botsogo, go lebega Batswana ba atisitse go tseela tsa segompieno kwa godimo e bile ba di tlwaeditse bana le mororo di tletse mafura mo godimo ga moo di tura. A re dijo tsa setso di tshwana le dinawa ga di na mafura a mantsintsi e bile mmele ga o sokole go di sila. O tsweletse a re go botlhokwa thata gore batsadi ba netefatse gore ba thibela mmopamo mo baneng ka go dirisa dijo tsa Setswana ka gonne mmele o o akolang dikotla tsotlhe o nna o itekanetse e bile o sa tshabelelwe ke makoa. O gakolotse Batswana go itemela dijo tsa setso ka e bile puso e buletse mananeo a a rotloetsang temo a tshwana le la ISPAAD, mo go supang fa e nyoretswe go bona Batswana ba tshwere ka natla ba itirela dijo. Mme Chinyanga o gateletse botlhokwa jwa go amusa ka lebele, a kaya fa e le yone konokono mo go tsiseng kgolo e e babalesegileng mo leseeng. Fa a ntsha la gagwe, mmaboitekanelo wa kokelwana ya Takatokwane, Mme Lorato Moshomo o supile fa ba ne ba bona go tshwanela go rulaganya letsatsi le go tla go lemotsha batsadi ka botlhokwa jwa dijo tsa Setswana mo kgolong ya ngwana morago ga go lemoga fa bontsi jwa bana bo bopama ka ntata ya tlhaelo ya dikotla. A re ntswa bana ba latlhegelwa ke nama mo go kalo, ba lemogile fa batsadi ba sena kitso e e tletseng ya gore dijo tsa Setswana di ka aga le go nonotsha ngwana fela jaaka tsa segompieno, a tlatsa ka gore tlhaelo ya dikotla mo ngwaneng e borai fela thata ka e ka baka le lone loso. E ne e rile go le pele, Kgosi Motsiele Tsiane a gakolola banni ba motse oo go dirisa lenaneo la temo-thuo la ISPAAD go itemela dijo tsa setso go tila go sokodisiwa ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo. A re go botlhokwa thata gore banana ba rutwe ditso tsa lefatshe leno go akarediwa le tsone dijo tse di neng di jewa bogologolo. Bokhutlo health 6 Bopelotelele bo aga kgwebo Go rekisa ditlhare, fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe go tlhoka bopelotelele le lorato. Monni mongwe wa Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Anah Malambani, o tlhalositse mo potsolosong bosheng gore o simolotse kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2008 mme lerato la gagwe mo ditlhareng ke lone le mo gogetseng go tsena mo kgwebong ya go jwala le go rekisa ditlhare. A re e ne ya re a ntse a tsweletse le kgwebo ya gagwe, a ikopanya le bomme bangwe ba le bararo ba le bone ba leng mo kgwebong ya go rekisa ditlhare mme ba tlhama mokgatlho o o bidiwang Milidzani. Mme Malabani a re mokgatlho wa bone o ne wa ikopanya le lephata la dikgwa mme ba romelwa kwa lekalaneng la impala go ya go oketsa kitso e ba neng ba na le yone mo go jwaleng le go tlhokomela ditlhare. A re o nosetsa ditlhare malatsi otlhe mo maitseboeng, e bile o di lekola gangwe le gape. O ne a tlhalosa fa a sa bona dithuso gope mabapi le go simolola kgwebo ya gagwe, a tlatsa ka gore e re le fa gone kgwebo ya gagwe e na le dikgwetlho dingwe tse e kopanang natso, fela o itumelela go bo e mo fa sengwenyana se a kgonang go itshetsa ka sone. Mme Malambani a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwebo di le mmalwa tse di akaretsang diji, letlhoko la mmaraka, go tura le go tlhaela ga metsi, a re metsi a kgona go tsaya malatsi a le mmalwa a seyo kwa motseng oo, mme seo se beye ditlhare tsa gagwe ka fa mosing ka go tlhoka go nosediwa. A re le ntswa a kopana le dikgwetlho tseo, seo ga se kake sa mo dira gore a lape pelo mo go tswelediseng le go godisa kgwebo ya gagwe, a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile e na le setsha se e direlang kwa go sone go na le go direla mo lwapeng. O ne wetsa ka go gwetlha Batswana ba bangwe, ba ba santseng ba itekanetse go ema ka dinao, go itirela sengwe mo botshelo se ba ka itshetsang ka sone go na le go ikaega ka puso fela. environment 5 Twantsho borukutlhi e tlhoka botlhale Setshaba se kopilwe go batla botlhale jwa Modimo gore se kgone go nna le ponelopele le tswelelopele. Fa a bua kwa mogwantong kgatlhanong le borukutlhi kwa Mochudi bosheng, moeteledipele wa Global Transformation and Networks Rre Taolo Moshaga o tlhalositse fa dilo tsotlhe di ka kgonwa ka botlhale jwa Modimo, ka bo senola le masaitsiweng a lefatshe, gape bo rotloetsa tirisano mmogo. A re go tshelela Modimo ke selo sa botlhokwa, se se tshwanetseng sa tsewa ka tlhoafalo ka se fetola dikakanyo le tlhaloganyo ya motho. Rre Moshaga a re Batswana ba tshwanetse go boela kwa dikgatong tsa batsadi ba bogologolo, ka tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng. A re tlhokomelo ya bana e tshwanetse go tswa mo go mmangwana le rangwana, mme ba kope thuso mo bagolong fa ngwana a fapoga. O tlhalositse fa borukutlhi bo ka fokotsega fa Batswana ba ka itse gore mofufutso wa phatla ke boleng mme ba emisa go kala ditiro. A re tiro e tshwanetse ya kgothatsa motho go boloka madi gore a tle a kgone a dire se a se eletsang. Rre Moshaga o rotloeditse setshaba go nna baagi ba morafe ka gore seo se ka dira gore ba nne le ponelopele e e ka tsisang tharabololo mo lefatsheng ka bophara. O rotloeditse komiti ya thibelo borukutlhi ya Makakatlela go tswelela ka tiro eo, ka e supa fa ba na le se ba se eletsang ka motse wa bone, mme a eletsa fa metse e mengwe e ka tsaya malebela mo go yone go tlhabolola dikgotla tsa yone. A re se se botlhokwa ke go tlotla baeteledipele le go ba rerisa ka dithulaganyo tsa motse tse di ka tsisang tharabololo ya borukutlhi le maitsholo a a sa amogelesegeng. Fa a tswa la gagwe, Motshwarelela kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re o lebogela tshwaragano e komiti ya Makakatlela e nang le yone, ka e le yone e ba direlang dilo motlhofo mo motseng. A re kgwetlho e kgolo ke banana ba ba eteletseng pele mo go tsa botlhoka tsebe mme e bile ba sa kgalemelesege. “Go maleba gore go tshwaraganwe le puso go fokotsa borukutlhi ka go lemosegile fa e ka seke e kgone e le nosi, mme e tlhoka thuso ya rona re le morafe,” ga bua Kgosi Sekai. O ne gape a kopa botsadi go emisa go rotloetsa borukutlhi, ka go fitlha bana ba bone le dilwana tsa bogodu mo malwapeng. A re go loba ditiro tsa go nna jalo ke thotloetso borukutlhi, ka ngwana a felela a itse fa batsadi ba mmipa. Modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a re tlhabololo e tona ke thuto le tshidilo tlhaloganyo, ka e le tsone di dirang gore motho a nne le dikakanyo tse di molemo. A re setshaba se tshwanetse go itse gore borukutlhi bo busetsa ditlhabololo kwa morago. A re madi a a kabong a dira ditlhabololo tse disha a a tsewa go baakanya tse di sentsweng kana di utsulwe. Rre Morolong o rotloeditse setshaba go nonotsha lelwapa ka e le maikarabelo a botsadi go kgalemela bana le go ba tshegetsa mo go se ba se dirang, gore ba seka ba felela ba batla lerato go sele mme ba amege mo go tsa borukutlhi. A re go tshwanetse ga buiwa thata ka borukutlhi kwa metshamekong ya Tshipi ya borre le mo maitisong, gore ba ba amegang ba itse fa se ba se dirang se sa siamela matshelo a bone, mme gape ba kgone go bona thuso. Moeteledipele wa komiti ya borukutlhi, Rre Michael Moji o lebogetse baeteledipele le morafe ka kakaretso go bo ba tsile go itseela ka tsebe molaetsa wa letsatsi gore ba tle ba rute ba bangwe. O ne a lebogela thotloetso e ba e boneng mo baeteledipeleng ba motse, ngwaga tse tharo tse mokgatlho o ntseng o dira moletlo o, mme ba solofela fa tirisano mmogo eo e tlaa tswelela le mo dingwageng tse di tlang. O tlhalositse fa maikaelelo magolo a mokgatlho e le go rotloetsa twantsho borukutlhi mo morafeng ka go ba rotloetsa go begela mapodisi ka batho ba ba dirang borukutlhi mo motseng le go ba ruta gore go fitlha borukutlhi ke borukutlhi. A re batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao mmogo le bana ba begela sepodisi le bogosi ka tse di diragalang mo motseng ba sa boife sepe. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ithuteng, Rre Moses Mariri o lebogile ba komiti ya Makakatlela go bo ba mo thusitse mo go ageng sekole sa gagwe le motse wa bone. A re se se botlhokwa ke go ruta bana ba ba kwa dikoleng tse di potlana ka borukutlhi, ka e le bone bokamoso mme ba tshwanelwa ke go ikgapha. Bana ba dikole tse dipotlana ba na le kgatlego mme ga ba ke ba akarediwa mo dithutong tse.” Rre Moshaga o ne a abela Kgosi Sekai seetsele sa tirisanyo mmogo, mme a se kaya e le sa Bakgatla go tswelela ka tiro e ntle eo. BOKHUTLO politics 7 Fa nta di nyeletse lehuma o a latela Ka Setswana sa lona lo a re lehuma la nta ya tlhogo, nna kwa ke tswang teng nta re di amanya le botlhodi.... a ke mafoko a ga Sumbe Ongadile, mothusa mogokaganya ditirelo tsa nyeletso lehuma mo ofising ya ga Tautona. Mafoko a, a sesupo sa fa nta e sa amanngwe le sepe se sentle. Ke ka moo ’sika loo motho lo nyeleditseng setshidinyana se e bile lo bone go le maleba gore se seka sa sirelediwa. Fela jaaka nta di phuthile ga tsone tsa ikela golo go sa itseweng, puso e boloditse ntwa e e mashetla go nyeletsa motlhala wa lehuma le le amanngwang le nta. Batswana ba ba amilweng ke seemo se ke ba ba kaiwang fa mo letsatsing ba tshela ka madi a a kana ka $1.25. “K e madi a e reng fa re a fetolela mo leding la pula e be e ka nna P10. Go ngomola pelo. O ka a ja eng ka P10?” ga botsa Ongadile yo tema e a e segetsweng e tshwanetseng go wela ka 2017. Ongadile ga a mo seemong sa go ka supa dipalo tsa seemo sa lehuma ka ba ikaegile ka dipatlisiso tsa Statistics Botswana. Mo nakong e, maduo a dipatlisiso tsa 2009/10 (Botswana Core Welfare Indicator Survey (BCWIS) ke one a a mo tirisong. Ka nako eo, 19.3 mo lekgolong kana batho ba ka nna dikete di le makgolo mane mo palong gotlhe ya batho ba lefatshe leno e ne e amilwe ke lehuma. Mme mo palong e, 6.4 mo lekgolong kgotsa batho ba abelelwa go nna dikete di le lekgolo le masome mane ba tshelela mo go la nta e tshetlha. BCWIS e supa fa bomme e le bone ba ba amilweng thata ke lehuma ka 10.7 mo lekgolong. E re ntswa maduo a sa supe gore tota matsapa di ka tswa di a tsaya kae, Ongadile o tlhalosa gore, kabelelo ke gore bomme ke bone batshodi le batlhokomedi ba bana fa borraabo ba ‘gatilweng ke diterena’. Ga go tlhalosege sentle gore ke ba dingwaga di fe ba ba amilweng ke seemo se mme Ongadile a re kwa dikgaolong badiri ba tshwere ka natla tiro e ya go batlisisa. Fela go supagala fa kgaolo ya Bokone Bophirima e le yone e gateletsweng thata e latelwa ke dikgaolwana dingwe tsa legare. Fela jaaka ina la gagwe, Ongadile, lehuma o le ngaletse ebile o le ngadile. O eme sentle le lekoko la gagwe ka jaana tona wa tsa madi a ba tiisitse moko ka didikadike di le lekgolo le masome marataro tsa dipula. Dikwalo di supa fa go se Motswana ope yo o batlang go nna phokoje wa morago ka jaana palo goboka ya batho ba le dikete di le masome a a robang bongwe le botlhano di ikopetse dithuso. Mo ditshekatshekong tse di dirilweng, ba le dikete di le masome marataro le motso, makgolo a supa, masome a robabongwe le motso, go supagetse fa ba tshwanelwa ke go inolwa mo lehumeng. Ongadile a re ba le dikete di le masome mararo le borataro, makgolo a mane, masome a mane le borobabongwe ba setse ba amule sengwe. Mo lenaneong le la go lwantsha mmaba lehuma, puso e setse e ntsheditse madi ditiro tsa ditlhabololo di le dikete tse di lesome le bone, lekgolo le masome a roba bongwe le borobabongwe. Mo palong gotlhe ya ba ba sekasekilweng, go na le ditiro tsa ditlhabololo tse di iseng di simolodisiwe, dingwe di mo tshimologong fa di ka nna makgolo mane di phutlhame ntateng ya go phuaganngwa ke beng ba tsone. E re ntswa Ongadile a tsamaya mosepele o ka lobelo le kelelelo, dikgoreletsi ga di kitla di tlhokafala. Dingwe tsa tsone di akaretsa tiego ya go dira ditshekatsheko ka jaana lenaneo le le ikaegile mo dithusong tsa ba boipelego ba le bone ba fekeediwang ka dipalo tsa baikopedi le tlhaelo ya dikoloi. Bangwe ba tlhopha dikgwebo tse ba se nang kitso ya tsone mme ba rutuntshiwe pele. Tlhaelo le ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo ke dingwe tsa dikgwetlho tse di amileng temo ya digotlo. Ka tota phologolo e motho e a tle e iketse lelobu, bangwe ba phuaganya dikgwebo tsa bone ba batla tse di bogadi bo gaufi. Le fa ntse jalo, Ongadile o ipelafatsa ka dikgwebo di ka nna makgolo a roba bobedi, masome a mabedi le borobabobedi tse di dirang sentle thata. Tse di akaretsa kgwebo ya tsa kapei ya marotho ya ga Joseph Itumeleng wa kwa Francistown, petlo ya dikesi ya kwa Qabo, kapei, phiriso ya ditante le tshingwana ya merogo ya kwa Molepolole le ya mo-na-le bogole kwa Mmathubudukwane. Go leka go kaba diphatlha, puso e tlaa leka go tsholetsa ba ba setseng ba le mo dikgwebong go leka go thama mebereko ka ga se botlhe ba ba mo letlhokong ba e leng gore ba kgatlhegela go tsena mo kgwebong. Ga go na bobelontle jo bo ka gaisang jwa puso ka e dira ka gotlhe mo e nang nago go fa Motswana mongwe le mongwe seriti, ka jalo go mo maruding a ba ba nnileng sego go bona meamuso ya puso go e somarela go nyeletsa mmaba lehuma. Moalo o o fa godimo o supa ka fa P520 million a dirisitsweng go tokafatsa matshelo a Batswana ka teng. economy_business_and_finance 3 Bobirwa e solofetse ditlhabololo Kgaolo-potlana ya Bobirwa e solofetse ditlamelo tse dintsi tse di tlaa tsholetsang matshelo a batho morago ga komelelo ya dingwaga di le boferabobedi go sena ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong. Se se builwe ke ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Nathaniel Moribame fa a bula phuthego e mo go yone go neng go rolwa pego ya ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo kgaolong. Mogokaganyi wa tsa itsholelo kwa khanseleng-potlana ya Bobirwa Rre Pelaelo Tsayang a re ba ne ba tlhopha ditlhabololo tse di ka dirwang ba lebile se se diragalang ka nako ya gompieno, boleng le botlhokwa jwa ditlhabololo tse ba di beilweng pele. Ditlhabololo tse di solofetsweng di akaretsa go tlhabolola ditsela, dikole, dipatela le go aga diofisi tsa temo-thuo magareng ga tse dingwe. Dikoloi tse ditona tse di akaretsang matipane le tse dinnyenyane le tsone di akareditswe mo lenaneong la ditlhabololo. Mokhanselara wa kgaolo ya Mabolwe, Semolale, Gobojango Rre Manuel Marole, ga mmogo le Rre Keoagile Ramatlotlo wa Dandane Mabeleng ba akgoletse balomaganyi ba ditlhabololo, ka tiro e ntle mme ba ba kopa gore ditlhabololo tse ba di beilweng pele di diragadiwe ka nnete. Makhanselara ka bontsi a ne a itumelela le gore go tlaa dirwa ditsela tsa Motlhabaneng/ Mathathane, Lekkerpoet/Plaatjan le ya Tsetsebye/Moletemane ba re ke maiteko a mantle thata. politics 7 Batlokwa ba itlhokoletsa letsatsi la ngwao lick to see more pictures Go bolelwa fa letsatsi la ngwao la Batlokwa le tla a tshwarwa kgwedi eno e le lesome le borataro kwa Tlokweng, kwa go supagalang dithulaganyo tsa lone di tsweletse sentle. E rile a amogela Batlokwa kwa phuthegong ya kgotla ka Matlhatso, Phatwe a tlhola malatsi a le mabedi, Kgosi Puso, a tlhalosa fa ka letsatsi leo a solofela fa Batlokwa ba tla a apara mesese ya mateitsi a matala le a marokwa, mme ba tsise bojalwa ba bo rwele ka dinkgwana kana emere e tshweu, ba tshotse le diphafana, dilo tse di neng di dirisiwa maloba jale. Kgosi o tlhalositse gape fa borre le bone ba ka sega dibaki tsa mateitsi kana ba apara marokgwe a matlalo fa ba na le one. Modulasetilo wa Batlokwa Development Trust, Rre Elija Katse, o ne a tlhalosa fa go tla nna le maitiso a moopelo kgwedi eno e robabongwe, e le tsela nngwe ya go itlhokoletsa letsatsi le. Rre Katse o tlhalositse fa bagolo ba tla tsena P10 bana ba tla a tsena P5 kwa kgorong. O boletse gape fa go tla nna le dijo tsa maitseboa kgwedi eno e le lesome le botlhano kwa ntlolehalahala ya kereke ya Roma, mme thekethe e tla rekwa P200. A re go tla nna le dikhwaere di le nne fela ka letsatsi la ngwao, le dikoma tsa bomme le borre, mme dikhwaere di tla refosana ngwaga le ngwaga. Modulasetilo Rre Katse o boletse fa go tlaabo go na le disupiwa tsa batho ba ba rokang mateitse le matlalo, bao ba ba betlang didirisiwa tsa setso jaaka ditilo, mme o kopile Batlokwa botlhe ba ba dirang ditiro tseo go ikwadisa, a supa fa e le tsela nngwe ya go bapatsa dikgwebo tsa bone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Puso Gaborone o boletse fa ba ikaelela go fetola lewa ngwaga e e tlang, a supa fa e tla a re ba sena go bolotsa letsema ba emise manyalo gore Batswana ba itebaganye le temo, a bo a tlhalosa fa ba ikaelela go tlhomamisa manyalo otlhe kwa kgotleng, gore ba tsosolose boleng jwa one. Kgosi Puso o tlhalositse gape fa ba sekaseka kgang ya go rupisa le go dira mephato, a bo a bolela fa ba batla le gone go kwala ditso tsa Batlokwa. O boletse fa a ikaelela go simolola buka ya go kwadisa boswa, a supa fa dikgang tsa go ikgagapela boswa di ba tshwenya thata kwa kgotleng, a bo a supa fa se, se tla dira gore go nne le tsamaiso e tsepameng mme se ba tlhofofaletse tiro. E re dikgang di eme jalo, kgosi o kopile botlhe ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 go ikwadisa kwa diofising tsa ga molaodi, gore ba tle ba nne batsaya karolo mo go baakanyetseng Boipuso jwa ngwaga wa 2016, fa lefatshe leno le tla a bo le ipelela ngwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa. Gone kwa phuthegong eo, ba komiti ya VDC ya Tlokwa South kwa kgotleng ya Botshabelo, ba ne ba abela kgosikgolo mpho ya setilo se se betlilweng le futshe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Begang tshenyetso setshaba Tshenyetso setshaba e borai ka jaana e koafatsa itsholelo ya lefatshe. Ka jalo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa mongwe le mongwe go bona gore e a fela. Mafoko a, a builwe ke dibui ka go farologana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke maloko a komiti ya tshenyetso setshaba ya khansele ya Bokone Botlhaba, kwa Masunga bosheng. Maikaelelo a moletlo o, e ne e le go supa semmuso komiti eo. Le fa go ntse jalo, dibui di gwetlhile mongwe le mongwe le fa a se leloko la komiti go ila tshenyetso setshaba lebaibai le go e lwantsha ka gotlhe mo go ka kgonegang. Ba re go botlhokwa gore batho ba nne ba bega kgotsa ba tsibosa ba ba maleba ka dikgang dipe fela tse di amanang le tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, go leka go dibela itsholelo ya lefatshe. Ba re fa go sa tsewe kgato ka tshenyetso setshaba, bokamoso jwa dikokomane bo tlaa bo bo sweletse ka di tlaa fitlhela lefatshe le le le mo legoeleleng. Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo (DCEC), Rre Shadreck Kgomo a re go lebega go le gantsi mokgweleo wa ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba o tlogelelwa DCEC, le ntswa o tshwanetse go tshwaraganelwa ke Motswana mongwe le mongwe. Rre Kgomo a re go a tshwenya ka jaana go supagala fa ba-na-le seabe mo ntweng eo ba sa dire mo go lekaneng go leka go kganela tshenyetso setshaba. A re tshenyetso setshaba ga e a tshwanela go itlhokomolosiwa ka jaana e na le seabe se segolo tebang le go phutlhamisa itsholelo. O ne a kopa baeteledipele ba maphata go nna ba tsaya kgato fa go tlhokafalang teng, go tlhomamisa gore ga go nne le phatlha epe ya tshenyetso setshaba mo maphateng a bone. Rre Kgomo o ne a tlhalosa fa bone e le ba DCEC ba ikemiseditse go ema nokeng komiti epe fela e e leng teng ya tshenyetso setshaba. Ka jalo a akgola kgaolo ya Bokone Botlhaba go bo e gatetse pele mo dikgannyeng tsa go lwantsha tshenyetso setshaba. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele, Mme Goabaone Molefe o ne a kopa batho go latlha tshenyetso setshaba, a supa fa le mo bukeng e e boitshepo, go supagala fa Modimo a sa rate tshokamo. A re tshenyetso setshaba e ka diragala gongwe le gongwe, mme go mo maruding a batho go tlhomamisa gore ba nna ba itisitse gore ba seka ba amega ka gope mo go yone. Mme Molefe a re go dira jalo ba tlaa bo ba netefatsa fa ba dibela lefatshe la bone. A re e re ka jaana pina ya setshaba e supa fa lefatshe leno e le mpho ya Modimo, Batswana ba tshwanetse ba tlogela mokgwa wa gore e re ba bona sengwe se se fatlhang se diragala ba bo ba re ‘ga di nkame’. Mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Rre Gotewamang Senwedi o ne a gatelela botlhokwa jwa gore maphata a nne a tsaya malebela mo go a mangwe tebang le dikgang tsa go tlhabantsha tshenyetso setshaba, ka maikaelelo a go netefatsa gore itsholelo ya lefatshe e a sirelediwa. society 9 Ditlhopho di fa seriti Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Johnnie Swartz o gakolotse banni ba Ghanzi gore go tlhopha ke go ipha seriti. Rre Swartz o ne a bua jalo mo phuthego ya kgotla kwa Ghanzi, mo kgotlaneng ya Kabakae bosheng. O buile se morago ga tekodiso le banni ka dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho tsa ngwaga o o tlang. E ne ya re bosheng ba ofisi ya ditlhopho ba bega fa go ikwadisitse batho fela ba feta dikete di le makgolo a mane (400 000) mo palong e e neng e solofetswe ya sedikadike. Rre Swartz o ne a supa fa dipalo tse di sa kgotsofatse, mme a lemotsha banni ka mosola wa tlhopho, a ba kaetsa fa go le mo maruding a bone go tlhopha moemedi o ba dumelang a ka emela dikeletso tsa bone. Banni ba supile fa ba batla go ikwadisetsa ditlhopho fela morago ga go itse gore diphathi tsa sepolotiki di emetswe ke bo mang go ya kwa ditlhophong tsa setshaba tsa 2014. Mme e rile a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Swartz a ba rotloetsa gore ere ka jaana ba ofisi ya ditlhopho ba boletse fa go tla nna poeletso mo ngwageng o o tlang, ba ikwadise ka dipalo tse di kwa godimo gore batle ba kgone le bone ba nne le seriti sa go tlhopha ene moemedi o ba mmatlang.Bokhutlo politics 7 Ba Serowe ba lekodisa morafe ka go ipaakanyetsa loeto lwa ga Tautona Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re e le ba bogosi, ba bone go le botlhokwa go bitsa morafe go lekodisana le go bona gore ba tsamaya fa kae ka dipaakanyo tsa moletlo wa tsamaya sentle wa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o o tlaa tshwarwang kwa Serowe Mopitlo a le 27. Kgosi Kgamane a re fela jaaka Tautona a tsamaya a laela kwa dikgaolong ka go farologana, le bone ba tshwanetse go supa gore Tautona ke kgosi kgolo ya bone le gore Serowe ke mo ga bone. O kopile morafe gore mongwe le mongwe a itshekatsheke gore o ya go laela Tautona jang ka e bile a re o itse gore bone e le Bangwato ga ba ke ba letlelela go gaisiwa ke metse e mengwe mme a re o na le tsholofelo ya gore ba tlaa dira sengwe. Kgosi o ne a kopa morafe gore o iteke thata go dira jaaka ba tlhola ba dira le gore ba dire ka lorato. A re go nna thona fa ba ka palelwa ka gore kgotla ya bone ke yone e tona mo dikgotleng tsotlhe tse di mo ga Mmangwato. E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma a rotloetsa morafe wa Bangwato gore letsatsi la go laela ga ga Tautona le na le dikgwetlho mme a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe gore ba tle ba atlege. Kgosi Sekgoma o kopile dikgosana go nna ba le teng mo dikgotlaneng tsa bone gore batho ba itse gore ba isa dimpho kae go itsa ketsaetsego. O itsisitse morafe gore dikomiti di teng mme a ba kopa gore ba ithaope ba tsene mo dikomiting. Molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Charles Modise a re morafe o ikopanye le lephata la temo-thuo go dira dithulaganyo tsa gore ba tsisa jang dimpho tsa leruo. Mongwe wa batsenelela bokopano joo, Mme Joyce Modisagape a re le bone e le ba mophato wa Malwelamotse wa batho ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1951 go ya kwa go 1955 o Tautona e leng leloko la one, ba tlaa kopa gore ba tle ba bone gore ba ka laela Tautona jang. BOKHUTLO society 9 Ba Rampodu ba akola lenaneo Balemi ba masimo a Rampodu a motse wa Mogorosi ke bangwe ba balemi ba ba akolang lenaneo la go agelela masimo selo se se nonotshang mohama wa temo. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, modulasetilo wa balemi ba masimo ao, Mme Tshwanelo Moabi o tlhalositse fa ba sa bolo go leta lenaneo la go agelela ka setlhopha ka lobaka mme ba itumeletse tshimolodiso ya lone bosheng. Lenaneo le, le rotloetsa balemi go ipopa ditlhotshwana. “Re sale re letile ka lobaka go sa diragale sepe, mme ngwaga ono o simologa ba temo-thuo ba re begela fa kopo ya rona e atlegile e bile e tshwanelwa ke go simololwa,” Mme Moabi a bua jalo a supa fa dipelo tsa bone di ne tsa phophoma ka boitumelo e le balemi ba Rampodu. O tlhalositse fa ba ne ba kopana le bogogi jwa motse bo akaretsa dikgosi le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse mme tumalanao ya nna gore tiro ya go tsenya terata e diragadiwe jaaka ipelegeng, gore babereki ba nne ba sutelelana go fa ba bangwe sebaka go oba letsogo. A re ba simolotse go thapa babereki ba le masome a mane mme ya re fa ntse go tsweletse ba oketsa babereki go nna masome a matlhano le bobedi, selo se a tlhalositseng fa se nnile le seabe se segolo mo go thuseng malapa ka bontsi go oba letsogo go ithusa kwa malwapeng ka dikatso tse ba di fiwang. A re go thapa palo e e kalo ya babereki go nnile le seabe go fokotsa mosuke wa banni ba ba eletsang go tsena mo lenaneong la ipelegeng mo gae mo go neng go feletsa go dira gore motho a tseye lobaka a sa bereke a sutela ba ba iseng ba bereke. Mme Moabi o tlhalositse fa tiro e ya go tsenya terata e tsweletse ka thelelo e bile go solofetswe gore mo kgweding e ya Ngwanatsele e ya fifing tiro e bo e wetse. O tsweletse a bolela fa ba na le tsholofelo gore mo pakeng eno ya temo maikaelelo le maikemisetso a bone a go leka go ntsha dijo tse di nametsang a tsile go atlega ka jaana ba tlaa seke ba tshwenngwe ke leruo mo dijwalong tsa bone. “Se se tlhokafalang jaanong ke gore rona balemi ba Rampodu re ikiteye ka thupana re tsenye moko dinameng go tsaya temo ka tlhwaafalo re tlhokomele masimo a rona” a gakolola jalo a tlhalosa ka gore go agelela masimo go ka go tlisetsa thobo. A re dijwalo di tlhokana le go tlhagolelwa mhero gore di kgatlhise e bile gape diji di tshwana le dinonyane di batla go letiwa mo go tlhwaafetseng. Go sa le foo, Mme Moabi o bile a kgothatsa balemi ba bangwe mo kgaolong le lefatshe ka kakaretso go rwala ditlhako go akola lenaneo le la go teratela masimo. A re fa balemi ba ka le tsaya ka tlhwaafalo e e rileng ba le akola ba ka thusa go menagane lefatshe leno go ntsha dijo tse di lekaneng mme e re kgabagare lehuma le le tseneletseng mo bathong le nyelele. E re dikgang di eme jalo, Mme Moabi o lebogetse kemo nokeng ya balemisi ba kgaolo ya gagwe a re le mo nakong eno ba nna ka go ba etela go ba fa dikgakololo di tshwana le go dirisa methale e mesha ya temo gore ba kgone go itepatepanya le diemo tsa bosa tse mo nakong eno di sa ikanyegeng. society 9 O itlhotlhora lehuma ka go loga le go betla Rre Goitsemang Radikoko yo a dingwaga tse di masome a supa le motso wa motse wa Mogorosi mo kgotleng ya Kgosing, ke mongwe wa Batswana ba ba nang le tumelo e e tletseng ya gore metlhale ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi fela. Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Radikoko o boletse fa a sale a tsene mo kgwebong ya go betla le go loga mo dingwageng tse di masome a mane tse di fetileng. Ka jalo o tlhalositse fa go betla dintshwana, diphetlho, dikika le metshe le gone go loga ditlatlana le disigo e ne e le tiro ya tsatsi le letsatsi ya ga rraagwe fa ba le kwa madisong. O tlhalositse fa rraagwe a ne a rekisetsa batho e le yone tsela e ba neng ba itlodisa melatswana ka yone le ba lelwapa lwa gagwe. “Ntate e ne e le motho yo o tshelang ka go itirela ka diatla re ka se kake ra lala ka tlala ka lepe la matsatsi,” a bua jalo rre Radikoko a tlhalosa fa seo se ne sa mo gwetlha go kwatabolotsa botsipa joo mo go rraagwe gore kgabagare le ene a tle a itshetse ka a ne a lemogile fa go dira ka diatla go na le molalatsa. A re e ne e re fa rraagwe a ya go batla legong le a le dirisang go betla le go kgetla bojang jo a logang ka jone, o ne a sa ipone tsapa go tsamaya le ene. O boletse fa ba ne ba dirisa setlhare sa monamane ka se se thata go betlega, fa bojang ba ne ba kgetla randafole. A re nako nngwe ke fa a kgomotha lefetlho a tlhalosa fa seo se ne sa kgatlhisa rraagwe leitlho ka jaana o ne a mo ruta ka iketlo go fitlhela a kapa. A re mo tsamaong ya nako e ne e re a leba legong a be a setse a dule ka tlhaloganyo gore o ka le dirang mo nakong e khutshwane a bolela ba ne ba dira jalo ka lerato le rraagwe ba tsentse moko mo nameng mme didirisiwa tse ba neng ba di betla dine di rekwa mo go nametsang. Rre Radikoko o boletse fa mo nakong eno rraagwe a setse a hulere mme o tlhalositse fa a ne a seka a gadima kwa morago a tsweledisa mosepele wa go itshetsa ka diatla. A re o bona tlhotloetso e ntsi mo morafeng le ba ba etelang motse wa gagwe a tlhalosa fa bangwe ba dirisa didirisiwa tse a di dirang e le mekgabisa. A re o kgona go tlamela ba lelwapa la gagwe ntleng le matshwenyego. O boletse fa go betla le go loga e le nngwe tsela e ba ka e dirisang go somarela ngwao ya lefatshe leno. O bile a gwetlha bangwe ka ene go tsaya malebela mo go ba bangwe ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. economy_business_and_finance 3 Kereke e tshwanetse go nna sekao - Mmamadi Ramapodisi a Mahalapye, Rre Isaac Mmamadi a re kereke e tshwanetse go nna le bokao le mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng. Rre Mmamadi o buile mafoko a kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome mabedi tsa kereke ya St Five Porticoes Zion Church mo Mahalapye ka mafelo a beke. O tlhalositse fa kereke e tshwanetse go bonwa ka ditiro tse di siameng, e bile e itebagantse le go lwantsha dikgwetlho kgotsa dilo tse di maswe tse di diragalang mo setshabeng. Rre Mmamadi a re go ipelela dingwaga tse di masome mabedi ke sengwe, mme a re ba setse ba itshetletse mo ba ka thusanang le puso go lwantsha borukutlhi, dipolao, malwetse le lehuma le le aparetseng Batswana. A re Mahalapye ke mongwe wa metse e e wetsweng ke borukutlhi, bogolo jang jwa bana ba dikole, ka jalo a kopa gore ba eme ka dinao go ruta bana molemo le bosula ba sa le bannye. Rre Mmamadi a re bana ka bontsi ba tsamaya ka dithipa, ba nwa nnotagi, le go dirisa diritibatsi di tshwana le motokwane, mme se se ba tlhokise tsebe. O ba kopile go tsena kwa dikoleng, go rapedisa seemo se ka jaana se dule mo taolong. O ne a tlhalosa gape gore kereke e tshwanetse ya nna le seabe se setona mo matshelong a batho, ka ba romilwe ke Modimo mme ba tshwanetseng go nna sekao le lorato mo go bangwe ka bone. A re dikereke ka bontsi mo nakong ya gompieno di runyarunya gongwe le gongwe mme e bile dingwe tsa tsone di tseela batho madi le gone go tlhoka go ba tshedisa sentle. A re mapodisi a nna le dikgang tse dintsi tse di amang dikereke mo Mahalapye, a re dingwe go twe di a tlhodia fa dingwe go twe di tseetse batho madi. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotlana ya Bokaa mo Mahalapye, Rre Orelebile Baatweng o ne a galaletsa kereke ya St Five Porticoes Zion go bo e ipelela dingwaga tse di masome mabedi e ntse ele teng. Rre Baatweng le ene a re nako e tsile jaanong gore e le kereke ba tlhabolole matshelo a batho ba ba tshelang le bone gammogo le tikologo go thusana le puso. A re puso e ka se kgone e le nosi mme e ka kgona fa dikereke le makalana a mangwe di tsenya letsogo. O ba kopile go tshwaraganela botshelo jwa motho, bogolo jang thata le banana ba Mahalapye go ba tsenya mo tseleng, a ba kopa go ba gogela kwa dikerekeng. E rile a tswa la gagwe, motlhami le mookamedi wa kereke eo, Bishop Bushi Obuseng a tlhalosa fa kereke ya gagwe e tlhamilwe ka 1997. Bishop Obuseng a re le bone fela jaaka Batswana ba ba nang le boikarabelo e bile ba reetsa ditaelo tsa puso, ba bone go le botlhokwa go keteka letsatsi le la bone ka Lwetse e e leng kgwedi ya dithapelo. A re e le kereke ba rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le go nna sekao mo lefatsheng, a tlatsa ka go re ba rotloetsa moono wa puso wa go itlhatlhobela malwetse le go tsaya kalafi ka fa ditaelong tsa dingaka. Ends religion_and_belief 8 Borre ba rotloediwa go dirisa mananeo Kgosi Itekeng Mathangwane wa Mathangwane a re go botlhokwa gore borre ba supe kgatlhego mo mananeong a nyeletso lehuma. Kgosi Mathangwane o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re puso e ikiteile sehuba go dira ka gotlhe go tswelela e tla ka mananeo e bile e a tokafatsa ka maikaelelo a go thusa Batswana ba ba amilweng ke lehuma. Le fa go ntse jalo Kgosi Mathangwane a re bontsi jwa batho ba ba supang kgatlhego ka dipalo tse di ntsi go ka ikopela dithuso tsa mananeo a ke bomme. A re borre bangwe ba tsweletse ka go tshelela mo lehumeng mme ba ntse maoto a tshupa go ka ikopela dithuso go tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Mathangwane a re bangwe ba eteleditse dikgang tse di senang nnete tebang le one mananeo a ka jaana ba tsaya gore mananeo a nyeletso lehuma a diretswe batho ba metse e e kgakala le ditlamelo bangwe ba tsaya gore nyeletso lehuma ke ya batho ba ba paletsweng ke go ka itirela isago e e kgatlhisang. Kgosi o rotloeditse borre go ikopanya le di ofisi tse di maleba go tlhaloganya ka one mananeo a le gone go ka ikopela dithuso. A re ba seka ba eteetsa dikgang tse di kgobang marapo kwa pele , se se botlhokwa ke go sekaseka pharologanyo e mananeo e ka a dirang. Kgosi Mathangwane o bile a supa gape fa bontsi jwa batho ba santse ba na le tsietsego, ba tsaya fela gore mananeo a nyeletso lehuma ke kapei ya borotho, ditshingwana tsa merogo kgotsa go roka. A re go na le mananeo a le mmalwa a akaretsa thuo ya bommutla, thuo ya dikoko, go betla le a mangwe a a farologaneng a borre ba ka tsayang karolo ba itirela sengwe se se duleng diatla. Kgosi Mathangwane a re mananeo a ga a dirwa go lebilwe bong bo le bongwefela, a re mme kgotsa rre o ka itlhophela lenaneo le a ka nnang le bokgoni go le tsamisa le go le tlhokomela. A re lorato le go dira ka nata ke tsone fela tse di botlhokwa ka jaana ke di ka nna le seabe go godisa leananeo le motho a le ikopetseng. Go sale foo Kgosi Mathangwane o supile fa go sa itumedise go bona go na le bangwe ba ba tseletseng ka go diga maikaelelo le boleng jwa one mananeo a. A re bangwe ga ba tlhokomele dithuso tsa bone mo go nametang, fa bangwe e re go nna le dikgwetlho tebang le one mananeo a ba a phuaganye ba itebatsa fa puso edirisitse dikete go reka ditsompelo tsa dithuso tsa bone. society 9 Bagwebi ba rutintshiwa ka CORONA Mookamela mapodisi a Tsabong le tikologo Superintendent Christopher Tlhapi-David a gakolotse beng ba dikgwebo go lalola seemo sa mogare wa corona. O gakolotse jaana kwa bokopanong jwa gagwe le beng ba dikgwebo kwa Tsabong ka Mosupologo, jo bo neng bo itebagantse le go itshireletsa kgatlhanong le mogare. Mogolwane o gakolotse bagwebi le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapodisi kgatlhanong le ntwa ya go lwantsha kanamo ya corona mo Kgalagadi Borwa ka gantsi dikgwebo di ngoka batho ba bantsi. Superintendent Tlhapi-David o ne a tlhalosetsa batsena bokopano joo fa ba amogetse molao o o laotseng gore dibara di tswalwe go simologa kgwedi eno e le masome a mabedi go fitlhelela mo nakong e e tla bolelwang. O ne a bolela fa mapodisi a setse a le malala a laotswe go dikologa mo metseng go tlhomamisa gore madirelo a dira se se tshwanetseng. A re batho mo mabenkeleng, diposo le dibanka ba tshwanetse go itshireletsa gammogo le setshaba mabapi le mogare oo ka go katologana ka sekgala sa mmithara go ya kwa go e mebedi fa ba le mo meleng e bile ba sa fete lesome ka palo mo madirelong le gone go dirisa setlolo se se bolayang megare. A re baphuthegi kwa kerekeng ba tshwanetse go nna lesome fela ka palo, fa kwa marekisetsong a dino le dijo go letlelesega ba le masome a matlhano fela ka palo, a supa fa molao oo, o sa direlwa go patika le go otlhaya ope mme ba lephata la botsogo le boitekanelo ba o dirisa go sireletsa setshaba kgatlhanong le segajaja. Superintendent Tlhapi-David o boletse gore ope yo o tlaa tlolang molalo oo ka go nwa bojalwa kwa ntle ga madirelo o tlaa lefisiwa madi a a sa feteng sekete sa dipula. O boleletse bagwebi gore ba tshwanetse go nna ba le podi matseba ka dinako tsotlhe ka go baya leitlho mo madirelong a bone gore a badiri ba thusa le go tsibosa setshaba ka thibelo mogare le gore ba potlakele go kopa thuso mo go ba botsogo fa ba lemoga sengwe mo bareking ba bone gore ba kgone go bona thuso ka bonako. Rre Tlhapi-David o ne a ba kgothatsa thata go reetsa seromamowa le thelebeshene ka e le tsone di tsibosang le go gakolola setshaba ka dikgang tse di boammaruri mme ba iphaphe mo go tse di senang nnete. E re ka jaana moroto wa o esi o sa ele, mookamela mapodisi o ne a supa fa ba tlaa tswelela ka go itshwaraganya le go buisana le batsaya karolo botlhe ba akaretsa lekgotla la baruti, dikgosi, dikomiti tsa metse, ba meraka le banni ba metse e e gaufi le melelwane gore e re ka jaana melelwane e tswetse ba seka ba raelesega go tlhaga tereta ka seo se le borai mo go anamiseng mogare. Bangwe beng ba madirelo ba ne ba ngongorega ka ditatlhegelo tse di tlaa bakwang mogare o. Mongwe wa bagwebi Rre Bashin Nsala fa a akgwa mookamela mapodise dikgaba, o ne a supa fa ba itlama go dirisana sentle le mapodisi ka go obamela molao le go sala morago ditaelo le dikgakololo tsa lephata la botsogo le boitekanenlo ka seo se ka thusa mo go hemeng kanamo ya mogare. health 6 Dikgafela motswedi wa ngwao Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re moletlo wa dikgafela kwa motseng wa gagwe o tlaa tshwarwa ka Lwetse a tlhola ga rataro. Moletlo o, o tlaa bo o le wa bo lesome monogwaga, Kgosi o buile se bosheng fa a amogela mabele a a baakanyetsang dikgafela tsa mono ngwaga. “Dikgafela di direlwa go supa fa Batswana e le batho ba ba itseweng ka go itirela dijo, e bile ba tshela ka mohuhutso wa diphatla tsa bone. Re di dirisa go lebogela thobo ya ngwaga o o fetileng le go rapelela pula gore re tle re leme dijo tse dingwe gape. “ A re fa kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a marataro go tlaa bo go isiwa bojalwa kwa kgotleng ka jaana mo mabeleng a ba a amogelang e le magosi go na le a a bowang a re ke one a a felelang a dira bojalwa. Kgosi Mosielele a re ba dira dikgafela ka kgwedi ya Lwetse ka e le kgwedi e maru a simololang go lwala ka yone. A re ka nako ya dikgafela, go dirisiwa setlhare sa moologa se go itaanwang ka sone ke ba ba isang dikgafela, bogolo jang go itewa magosi ka jaana e le setlhare se se nnang hela se le setala e bile se na le dikungwanyana tse o ka reng mabele. Kgosi Mosielele a re ba laletsa Bakgatla go tla ka bontsi go rapelela pula, a re keletso ke gore batho ba ka bo ba tseela dipeo kwa kgotleng ka jaana magosi e le bone ba itseng batho ba ba tlhwaafaletseng temo le ba ba sa tlhwaafalang. Fa a ntsha la gagwe, Mme Tlhotlheletso Kelebogile a re dikgafela ke selo se se monate se se supang ngwao a re ka nako ya fa ba gola ba ne ba sa itse dikgafela. Mme Kelebogile a re o bona go ka tswela bana ba sekolo mosola fa ba ka ne ba isiwa kwa kgotleng go ya go rutwa gore dikgafela ke eng e bile go dirwa eng ka jaana e le ngwao e e botlhokwa. Mme Loungo Ramatsia ene a re e rile a gola bagolo ba ne ba mmolelela gore dikgafela ke ngwao ya go leboga pula a re mme e bile ka fa a bonang ka teng ke selo se sa tshwanelang go nyelela. Mme Ramatsia a re fa Batswana ba bona ba sena mabele ba ka thulanya ditlhogo go bona kwa ba ka a begang teng gore ba tle ba kgone go isa dikgafela kwa kgosing mme ba fete ba betse kgosi ka maologa ba bo ba mo gase mabele e le nngwe tsela ya go kopa pula. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mogolwane o rotloetsa bagwebi go ikemela ka dinao Mogolwane wa tlhabololo matshelo a batho, Mme Lilian Ntopolelang, go tswa kwa khanseleng ya Kgalagadi o gwetlhile bagwebi ba ba botlana go ema ka dinao go itirela ka diatla ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng matshelo a bone le go itshetsa. O buile mafoko a bosheng mo letsatsing la Thekiso” Market Day’” mo Tsabong le ba ne neng ba rulaganyeditse bagwebi ba ba botlana le ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma, ba ditiro tsa diatla ba akaretsa ba Thuto Gaegolelwe le ba ba bangwe. Mme Ntopolelang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go rotloetsa botlhe ba ba inakantseng le dikgwebo tse di potlana le ba ba thusitsweng ke puso ka lenaneo la nyeletso lehuma go tokofatsa matshelo a bone. O tlhalositse fa maphata a puso aa farologanyeng a akaretsa la boipelego, la bong, temo thuo, ba banana metshameko le ngwao le ba bangwe e le one a rotloetsang bagwebi bao. Mogolwane o ne a gakolola borre go inaakanya le ditiro tsa diatla ka bomme e le bone ba gantsi ba kgatlhegang ka go itshupa ka dipalo tse di kwa godimo fa go tshwantshwangwa le borre tse di leng kwa tlase fela thata. Mme Ntopolelang o ne a supa fa bontsi jwa bomme ba na le ditalente tsa ditiro tsa diatla mme sebe sa phiri e le gore bomme ba bangwe bone ga ba tlhwaafalele go dira ka natla , a supa fa puso e leka ka bojotlhe go tokofatsa matshelo a bone ka go ntsha mananeo aa farologanyeng a ba ka itshetsang ka one. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa letsatsi leo le tshwanetse go tshwarwa beke le beke mme ba sa kgone ka lebaka la letlhoko la dipalamo ka kgaolo ya kgalagadi borwa e le bophara, a kaya fa ba tshwanelwa ke go kokoanyatsa bagwebi bao go le gongwe ba ba tswang kwa Struizendam go fitlha kwa Kokotsha. A re gantsi dikgwetlho tse bagwebi ba kopanang le tsone ke theko ee kwa tlase mo dikgaolong fa go tshwantshwanngwa le kwa ditoropong. Mme Ntopolelang o kaile fa keletso ya bone e le gore mo nakong ee tlang ba rulaganyetse bagwebi go tshwarela letsatsi leo la theko kwa toropong e tshwana le ya Jwaneng ka seo se ka dira pharologanyo ya theko ee botoka bogolo jang mo mafelong a kgwedi. O ne a kaya fa maikaelelo a bone e le go rotloetsa bagwebi ka go ba fa sebaka sa go rekisa fa bathong ba le bantsi ba ba kokoanetseng mo meletlong e tshwana le ya Khawa Dune Challenge, Polka Festival, ditshupo tsa temo thuo le meletlo e mengwe ee diragalang mo kgaolong ya kgalagadi. Lefa go ntse jalo mongwe wa bareki Mme Kganetso Kavari o ne a ngongorega ka barulaganyi ba letsatsi leo a kaya fa gantsi ba sa itsisise le go laletsa setshaba ka letsatsi leo , A supa fa e le lebaka lengwe le le dirang gore bagwebi bao ba nne le theko ee sa nametseng. Mme Evah Motlhanke mongwe wa mogwebi o ne a tlhalosetsa ba lekalana la dikgang la (BOPA) fa a dira kofi ya lengangale a kaya fa e na le theko ee nametsang fa e sale jaaka a simolola go e rekisa ngogola. Are fela jaaka kofi motlopi le yone e thusa thata mo malwetsing a tshwana le madi a matona le jwa sukiri le a mangwe. Mme Motlhanke o ne a gatelela thata mafoko a ga Mme Kavari a supa ka monwana barulaganyi ba letsatsi leo a kaya fa ba sa laleletse setshaba gotlhelele selo se a reng se dira gore le seka la ba solegela molemo ka go tlhoka go rekwelwa dithoto tsa bone ka fa go tshwanetseng ka teng. Letsatsi leo le ne le tseneletswe ke bagwebi ba bomme ba le lesome le bosupa fa borre bone ba ne ba le babedi fela go tswa mo kgaolong ya kgalagadi borwa economy_business_and_finance 3 Mokhanselara wa pele wa BDP o bolokilwe Mokhanselara wa pele wa phathi e e busang ya Domkrag wa kgaolwana ya Mahalapye Legare, Rre Tsholofelo Segaise o bolokilwe kwa Mahalapye ka Matlhatso. Go bolelwa fa Rre Segaise a ne a tlhagelwa ke bolwetse mme a tlhokafala Tlhakole a le lesome le boferabobedi kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re loso lwa ga Rre Segaise ga se tathegelo ya ba lelwapa la gagwe fela, a re banni ba Mahalapye le phathi ya BDP ba latlhegetswe. Mme Tshireletso o boleletse bontsi jo bo neng bo thologetse phitlho eo fa Rre Segaise a tsene mo khanseleng ka ngwaga wa 1984 go fitlha ka 2004. A re moswi ke mongwe wa mapolotiki a a kgonneng go gogela ditlhabololo kwa Mahalapye le go sireletsa phathi ya Domkrag mo ditlhophong dile mmalwa tsa setshaba. Mme Tshireletso a re e re ntswa batho bangwe ba inaakanya le sepolotiki ka maikaelelo a go ikhumisa le go lwela maemo, Rre Segaise o ne a le kgatlhanong le ditshele e bile a rata phathi go feta sengwe le sengwe. Dibui ka go farologana di akaraetsa Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe ba boletse fa moswi e ne e le motho yo o lorato. BOKHUTLO society 9 Baithuti ba boetse sekoleng Mogolwane wa lephata la thuto kwa kgaolong ya Mahalapye, Mme Cecilia Sunday, a re baithuti ba le masome a mararo le bosupa mo go ba ba masome a matlhano le bobedi ba ba neng ba thobile mo sekoleng sa Mookane Junior Secondary jaanong ba boetse dithutong. A re baithuti bao, ba ba tswang mo metseng ya Mokgenene, Mmaphashalala, Poloka, Dibete le Palla-road ba thobile mo sekoleng kgwedi eno e tlhola malatsi ale mane morago ga go ngongorega gore ga ba kgore kwa sekoleng. Mme Sunday o tlhalositse fa ba santse ba le mo patlong ya bana ba le bararo ba ba tswang Poloka le ba babedi ba Palla-road ba go bolelwang ba ise ba bonwe le mo nakong eno. O ne a ikuela mo batsading go thusana le botsamaisi jwa sekole go rotloetsa bana go tlhwaafalela dithuto tsa bone boemong jwa go itewa tsebe ke ditiro tse di ka ba gogelang mo thaelong. O tsweletse ka go tlhalosa fa dipalo tse di neng tsa begwa lantlha tsa bana ba ba neng ba thobile mo sekoleng sa Mookane Junior Secondary e ne e se tsa boammaruri ka jaana di ne di ise di tlhomamisiwe ka nako ya kgang e kwalwa. Mabapi le ngongorego ya baithuti ka tlhaelo ya dijo le gore ga ba kgore e bile ba tlhaelwa ke seshabo, Mme Sunday o tlhalositse fa seemo se tokafaditswe ka jaana botsamaisi jwa sekole bo isitse dijo tse di lekaneng kwa sekoleng seo. O boletse mo potsolotsong fa ba nale tsholofelo ya gore bana botlhe ba ba iseng ba bonwe, e tla re pele ga beke eno e ya bokhutlong ba bo ba boetse kwa sekoleng go ya go tsweledisa dithuto. Ends education 4 Mme Masisi o lela ka dintsho tsa HIV/AIDS Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, a re o tshwenngwa ke go oketsega ga dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang ka ntata ya HIV le AIDS. O buile jalo ka letsatsi la Tshipi kwa Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi ga go tswalwa semmuso kgwedi ya merapelo. Ditlhotlhomiso tsa lekalana la National AIDS Coordinating Agency (NACA) di supa fa bomme ba le sekete le makgolo a ferabobedi le borre ba ka tshwara dikete tse pedi ba tlhokafala ngwaga le ngwaga. Mme Masisi a re go swabisa nko go feta molomo go bona matshelo a santse a latlhega ka bokete jo bo kalo, le mororo puso e ntshitse diritibatsi tse di tsewang mahala. O gwetlhile borre go tsena lenaneo la diritibatsi le go netefatsa gore ba obamela ditaelo tsa ba botsogo ka jaana bontsi bo ka kgona go tshela lebaka. Mme Masisi o ne a gwetlha banana go utlwa batsadi le go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di okameng lefatshe. O ne a gwetlha banana gape gore ba seka ba itira bo tsebe se utlwe fa ba bolelelwa ka meila ya Setswana ka e na le boleng mo go thuseng go falotsa bana mo kotsing. O ne a gwetlha bana ba basetsana go itlhokomela ka go tsaya mebele ya bone jaaka tempele ya Modimo, mme a ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone, go na le go itewa tsebe ke dilo di tshwanang le mesokelatsebeng, dikoloi le madi. A re tseo ba tlaa di ithekela fa ba setse ba itshwarela ka diatla. Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha batsadi go nonotsha dipuisanyo tsa bone le bana kwa malwapeng ka dikgang tse di amang tlhakanelo dikobo. A re mpuru o faretswe, ka jalo, ba tshwanetse go itoma melomo ya tlase go thusa go babalela matshelo a babusi ba kamoso ba lefatshe leno. O ne a tsibosa setshaba fa puso e dirisa matshebetshebe a madi go itepatepanya le seemo sa segajaja, a supa gore fa batho ba ka sala dikgakololo tsa ba botsogo morago, matshelo a le mantsi a ka babalelwa mme puso e kgone go atolosa ditlhabololo tse dingwe ka madi ao. E ne ya re go le pele, Mogolwane go tswa kwa NACA, Mme Gloria Rakgotla, a supa fa ditlhothomiso ka HIV/AIDS e se tse di nametsang ka jaana lefatshe leno, le le mo maemong a boraro ka selekanyo sa 18.5 per cent mo Borwa jwa Aferika. Mme Rakgotla a re dipatlisisio tsa ngwaga wa 2017 di supile fa dipalo tsa batho ba ba tshelang ka mogare ba le 380 000, bomme ba le 210 000, borre 160 000 bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bone ba le dikete di ferabongwe (9 000). A re se se ngomolang pelo ka bana ke gore puso e simolodisitse lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng ka ngwaga wa 2002, mme ka maswabi go santse go tsholwa bana ba ba nang le mogare. O ne a supa gape fa go itlhatlhobela mogare le gone go sa nametse ka jaana 86 per cent ya batho e itlhatlhobile ebile ba itse seemo sa bone sa mogare fa 14 per cent yone e le mo lehihing hela, ka jalo a gwetlha botlhe go tsaa maikarabelo go itse seemo sa bone ka jaana moo go le botlhabetsi mo kanamisong ya mogare. O ne a tlatsa ka gore puso e dirile maiteko go netefatsa gore diritibatsi di phatlalatswa le lefatshe, ka maswabi go santse go na le bangwe ba ba sa nweng diritibatsi mme seo se baya matshelo a bone le bakapelo ba bone mo diphatseng. Mo go tse dingwe o ne a supa fa mo kgaolong ya Kgalagadi bokone seemo sa mogare se le mo go 13.3 per cent mme ba gatisitse dipalo tse disha tsa ba ba tsenweng ke mogare ngwaga o o fetileng ba le lekgolo le masome a mabedi le boraro. Mme Rakgotla o ne a gwetlha setshaba go tsaa mananeo ka tlhwaafalo, kemiso ya marato a magokanyane, tiriso botlhaswa ya nnotagi le yone kemiso ya tlhakanelo dikobo ya bana ba ba botlana le batho ba batona e le methale mengwe e e ka thusang lefatshe go fitlhelela maitlamo a beilweng ke lekgotla la ditshaba la go fedisa bolwetsi jwa HIV/AIDS ka ngwaga wa 2030. BOKHUTLO society 9 Manweenwee a tsieditse mosadi kwa Tsabong Mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe wa kgotla ya Bontleng kwa Tsabong o setse a iphotlhere morago ga gore a tsiediwe ke banna bangwe ba ba ipitsang baporofiti. Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo, mongongoregi o boletse fa a kopane le dilalome tseo mo mmolong wa Tsabong gaufi le banka ya Barcays bosheng. Mookamela mapodisi a Tsabong o supile fa mme yo a begetse mapodisi fa dilalome tseo di ne tsa mmolelela fa a na le mathata mme ba eletsa go mo thusa ka ba bontshitswe fa a lwala. Superintendent Modo a re mme yo a kaile fa borre bao ba ne ba mo laela go tsamaya le bone go ya go mo thusetsa kwa sekgweng mme ya re ba tsena koo ba mo laela go ba neela sekgwama gore ba se rapelele. Se ne se na le P910. Superintendent Modo o boletse gore maferefere ao a ne gape a laela mosadi yoo gore a ba neele nomore ya sephiri ya gagwe ya kwa bankeng gore le yone ba e rapelele le gore a ye kwa lwapeng lwa gagwe go ya tsaya mosamo gore ba tle ba kgone go thusa ka fa go tshwanetseng ka teng. Mme yoo o a ne a diragatsa ditaelo tsa dilalome tseo ka go ya go tsaya mosamo mme a tsamaya le monna yo mogwe yo ene a neng a ya go reka letswai go ya go thusa mme yoo. Mookamela mapodisi a Tsabong a re mme yoo o boleletse mapodisi fa rre yo mongwe a ne a sala le sekgwama gore a sale a se rapelela. Superintendent Modo a re mme yoo o ne a gakgamadiwa ke go supa ga cellphone gore go tserwe P6 000 mo polokelong ya gagwe ya banka. Superintendent Modo o kaile fa e ne ya re mme yoo a boa koo go ya go batla dilalome tseo a fitlhela maloba e le maabane, ka go supegetse fa monna yo a neng a mo neetse sekgwama le nomore ya sephiri e le ene o tsereng madi a otlhe e leng P6 910 Mookamela mapodisi a Tsabong o supile fa mapodisi ba sa ntse ba tsweletse ba le mo patlong ya banna ba babedi bao mme a kopa setshaba go ba thusa ka go ba loma tsebe mabapi le go tshwara dilalome tseo. Mabapi le tiragalo eo, Superintendent Modo o ne a gakolola setshaba go nna podi matseba ka dinako tsotlhe ka manweenwee a a jelang batho madi ba re ba a ba thusa. crime_law_and_justice 1 Mananeo a tlhoka tshipidi tonto Bontsi jwa batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba dumela thata mo go reng gore ditiro tsa bone di gatele pele, bodiredi jo bo tsamaisang mananeo ao le banale seabe ba nne ba etela le go tlhodumela ditiro tsa bone. Mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga bosheng, e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go dikologa lefatshe leno go tlhodumela ka fa mananeo a dithuso a tsweletseng ka teng, bontsi jwa bao ba ba thusitsweng ka mananeo ba ne ba supa bodiredi ka monwana, ba re ga ba nke ba ipha matsapa a go ba etela go tla go ba thusa ka dikgakololo tebang le go tsamaisa ditiro tsa bone. Ba re ka ntlha eo, mananeo a bone ga a tswelele sentle mme seo ke moka madi a puso a tshetsweng mo metlhobodikeng. Mme Taboka Teko o ne a kgala thata mokgwa oo wa gore e re motho a sena go thusiwa ka lenaneo lengwe, a bo a solofela go nna a setswe morago go dira tse a tshwanelwang ke go di dira mo tirong ya gagwe. Mme Teko a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa puso e dule ka mogopolo wa go tlhama mananeo ao go leka go ba thusa go ba tlodisa melatswana e tletse, ka jalo le bone ba tshwanetse ba ikitaya ka thupa go dira sengwe go leka go tlhabolola le go godisa ditiro tsa bone gore di ba thuse go inoga mo lehumeng. A re go a makatsa gore e re ba sena go thusiwa ba bo ba nna moriti o tsididi, ba lebile gore bodiredi bo tla ba thusa ka sengwe le sengwe se se ka nnang le seabe mo go tswelediseng ditiro tsa bone. Mme Teko a re ka tshwanelo mongwe le mongwe o tshwanetse a supa lorato mo tirong ya lenaneo le a le kopileng, a re ba latlhe mokgwa wa go tsenya moko dinameng fela fa ba tlhomilwe leitlho ke banale seabe. O tlhalositse fa go dira ka botswapelo mo tirong ya gagwe go mo thusitse go menagane ka jaana kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile a kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe le go itirela dingwe tsa botshelo. Mongwe wa ba ba thusitsweng ka fa tlase ga lenaneo la banana, Mme Shathiso Major, yo kgwebo ya gagwe e leng ya go roka dikobo ene o ne a ikuela ka dikgwetlho di le mmalwa tse di amang kgwebo ya gagwe. Mme Major a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang natso ke tsa letlhoko la mmaraka, a tlhalosa fa dikgwebo tsa batho ba China a diga dikgwebo tsa bone. E re ka jaana bangwe ba ne ba supa fa tiego ya go duela bao ba ba rekisetsang baikopedi ba nyeletso lehuma dihutshane le tse dingwe, e le sengwe se se bakang gore mananeo a nne bonya, fela molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela o ne a bolela fa seo jaanong e tlaa nna selo sa maloba ka jaana ba ipeetse seelo sa gore ba duele bao ba ba rekisetsang mananeo a nyeletso lehuma mo malatsing a le supa. economy_business_and_finance 3 Kgosi Habangana o bolokilwe Kgosi Edward Habangana wa Mapoka, yo o tlhokafetseng kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a le masome mabedi le borataro o kailwe e ne e le senatla e bile a dira tiro ka boineelo. Kwa phitlhong ya gagwe ka Matlhatso Seetebosigo ale supa , dibui ka go farologana di supile fa Kgosi Habangana a ne a rata tiro ya gagwe ya bogosi thata, selo se ba boletseng se ne se supiwa ke matsetseleko a a neng a e dira ka one. Moatlhodi mogolo wa pele wa kgotla ya ditsheko, Rre Julian Nganunu o tlhalositse fa bonatla jwa moswi mo tirong bo supiwa ke ka fa a neng a tlotla tiro ya bogosi ka teng. Se sengwe se kgosi a tla gakologelwang ka sone, Rre Nganunu o boletse fa e le mowa o montle wa tirisano mmogo o a neng a tshedisanya le magosi a mangwe mo kgaolong ka one. Rre Nganunu o supile gape fa Kgosi Habangana a ne a nale ditoro le megopolo e mentle ya go tlhabolola motse wa Mapoka, jalo a ikuela mo boeteledipeleng jwa motse oo go dira ka natla go tlhomamisa gore dikeletso tsa ga kgosi ga di sale di nyelela phularong ya gagwe. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Thabo Maruje III wa motse wa Masunga le ene o gateletse gore Kgosi Habangana o ne a tlotla tiro ya bogosi fela thata, ke sone se a neng a tlogela tiro e e neng e mo fa dituelo tse di botoka go ya go tsaya setilo sa bogosi. O tlhalositse gore e re ka jaana tlhabologo ya itsholelo ya metseselegae e le botlhokwa fela thata, mme e bile e diragala bonolo fa go nale yo o di gogang kwa tlhogong, go botlhokwa gore bogogi jwa motse wa Mapoka bo kitlane bo bo bo goge mmogo. Kgosi Maruje III a re tshwaragano e ke yone e ka tlhomamisang gore ditlhabologo tsa motse ga di eme morago ga go hulara ga ga Kgosi Habangana. Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas 1 o galaleditse Kgosi Habangana ka seabe se a nnileng le sone mo go tlhabologeng ga kgaolo ya Bokone Botlhaba ga mmogo le mo tsamaisong ya bogosi ka kakaretso. O kaile fa a ne a le botlhale e bile a nale kitso ka dikgang tse di farologaneng, selo se a boletseng fa se ne se dira gore megopolo epe e a neng a tswa ka yone e bo e le e e nonneng. O boletse fa kgosi e ne e le modiredi wa tlhwatlhwa, yo o neng a dira tiro ka matsetseleko le boineelo mo a neng a thusa go tsamaisa ditiro tsa bogosi mo metseng e e mabapi e go senang dikgosi teng jaaka ya Tshesebe le Masukwane. Se, Mme Tapela o tlhalositse fa Kgosi Habangana a ne a se dira ntle le ngongora epe. O boile a supa fa kgosi a nnile le seabe se segolo mo go tlhomamiseng gore thulaganyo ya go tlhoma kgosi yo mosha kwa motseng wa Tshesebe e tswelela pele sentle; a supa fa kgosi a tlhokafala jaana go setse go rometswe leina la yo o tshwanetseng go gata setilo sa bogosi jwa motse oo kwa pusong go tlhomamisiwa. Mohumagadi wa ga Kgosi Habangana, Mme Chililo Habangana o gateletse gore e re le ntswa a latlhegetswe ke molekane le tsala e kgolo ya gagwe, ga a a latlhegelwa ke tsholofelo ya gagwe mo Modimong. Mme Habangana o tlhalositse gore e re ka jaana go ka seke go fetolwe se se diragetseng, se se ka dirwang ke go ipelela botshelo jwa ga Kgosi Habangana. Mohumagadi o boletse fa monna wa gagwe e ne e le pinagare e e nonofileng ya lelwapa la gagwe, a dira gotlhe mo go mo thateng ya gagwe go ba dibela le go tlhomamisa fa dilo di apere tshiamo mo lwapeng ka dinako tsotlhe. Bokhutlo society 9 Palo ya ba ba ikwadisitseng e kwa tlase Go bolelwa fa palo ya batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e le kwa tlase mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba. Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya lekgotla la tsamaiso ditlhopho, Rre Dintle Rapoo, kwa Mmathubudukwane bosheng. Rre Rapoo o tlhalositse fa dipalo tsa ba ba neng ba ikwadisitse ditlhopho ka ngwaga wa 2009 mo kgaolong eo, go supagetse fa di ne di le kwa godimo thata fa go tshwantshanngwa le tsa gompieno. A re ka 2009, kgaolo eo e ne e le nngwe ya tse di neng di di goga kwa pele ka dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadisitseng, a kaya fa ba ne ba le mo maemong a boraro lefatshe ka bophara. Rre Rapoo o kopile banale-seabe go rotloetsa ba ba sa ikwadisang go ya go ikwadisa mo ikwadisong ya tlaleletso e e tla tshwarwang kgwedi ya Motsheganong e rogwa, e a tlhalositseng fa e tla tsaya malatsi a le lesome le borobabobedi fela. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa ba ba ikemetseng ka nosi, ba go tlhwaelesegileng ka leina la mekoko, dipalo tsa bone di le kwa godimo fela thata. A re, mapalamente a 20 fa makhanselara a le 198, a supa fa dipalo tseo di godile fa go tshwantshanngwa le tsa 2009. Rre Rapoo a re, go ikemela ka nosi go a letlelelwa, a tlatsa ka gore se ba ka se dirang ke go kwalela ba ofisi ya ditlhopho ba bo ba tlisa le sekano sa bone. O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke kgang e mo go yone batlhophi ba ikwadisang gantsi fa ba latlhile dikarata tsa bone, a fa sekai ka mongwe kwa kgaolong ya botlhaba ka 2009, yo a tlhalositseng fa a ne a ikwadisitse mo mafelong a a farologaneng a le lesome le botlhano. A re, tsamaiso ke gore fa motlhophi a latlhile karata, o ikgolaganya le ba ofisi ya bone go ya go direlwa moriti o mongwe wa karata, go nale gore motho a ikwadise gantsi. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa batlhophi go somarela dikarata tsa bone. O ne gape a gatelela kgang ya go fudusa ikwadiso, a supa fa seo se le ka fa molaong, a tlatsa ka gore kgang eo e ama babereki thata. A re, fa motlhophi a ne a ikwadiseditse kwa lefelong le sele, mme a eletsa go fudusa ikwadiso, o ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho kwa a eletsang go ya go tlhophela teng, ke bone ba ba ka mo thusang. Rre Rapoo o kopile batlhophi go ntshafatsa dikarata tsa bone tsa Omang, a supa fa thulaganyo ya ditlhopho e ikaegile ka karata ya Omang. O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka mapolotiki mangwe a a kaileng fa ba nale mokgwa wa go utswa batlhophi kwa dikgaolong di sele go ba tlisa mo dikagolong tsa bone go tla go ba tlhopha, mme a supa fa seo e le molato. O ba kopile gore a seo se seka sa nna teng, a tlhalosa fa e tla bo e le go baka dikgoberego. O ba kopile gape go ilelela ditlhopho. Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa dibuka tsa ikwadisetso ditlhopho di sa babalesega mme ba kopa ba ofisi ya ditlhopho go dira dithulaganyo le badirela-puso ba ba mo dikgaolong ka go farologana, ba a fa sekai ka bagokgo le mapodise gore e nne bone ba ba tshwarang dibuka tseo fa ba ba kwadisang ba golola maitseboa mangwe le mangwe. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o kopa tsosoloso ya mephato mo merafeng Kgosi Simon Nkgageng wa Tatisiding a re nako e gorogile gore Batswana ba lemoge botlhokwa jwa go tsosolosa mephato mo merafeng ya bone. O dirile kopo e bosheng fa a ne a buisana le BOPA mo potsolotsong. O tlhalositse fa mephato e ne e le botlhokwa mo matshelong a Batswana, ka jaana e ne e rotloetsa go aga setho se se eletsegang mo bathong. Kgosi Nkgageng a re mo bogompienong, lefatshe ka bophara le tshwere phage ka mangana mabapi le maitshwaro a a makgaphila. A re gape mephato e ne e le tsela nngwe e Batswana ba neng ba e dirisa go dira ditiro tsa ditlhabololo ba dira jalo ka mowa wa boithaopo. Mme ke gone ka moo a neng a tlhalosa gore mo bogompienong, go ditiragalo tse di ngomolang pelo tsa botlhokatsebe. A re ke ka gore mephato ga e sa tlhole e le teng. Fela mme o ne a re o lebogela merafe ya Bangwaketse le Bakgatla go bo ba santse ba tshegeditse ngwao e ya mephato. O ne a gatelela botlhokwa jwa mephato. A re e ne e kopanya merafe go nna seopo sengwe go arogana maele a ba ka a dirisang go ipetlela isago. “Mephato e ne e kopanya batho ba dingwaga tse di lekanang go ya go rutwa ka matshelo a bone le gore ba ka itshwara jang mo setshabeng, mme e bile gape ba ba nnileng le sebaka sa go tsenelela mophato mongwe, ba abelana dikitso le maele,” a bua jalo. O ne a kopa gore merafe e ikgate motlhala go tsosolosa mephato. A re mophato mongwe le mongwe o ne o tewa leina, a a fa sekai ka maina a Malekantwa, Makgasa le Mahetsakgang gareng ga a mangwe. Kgosi Nkgageng o supile fa go bo lefatshe leno le le kwa mankalenkaleng mo mererong ya ditlhabololo e le ka lebaka la ditiro tse di neng di dirwa ke setshaba ba eteleditse mowa wa boithaopo kwa pele. O tlhalositse fa mowa wa boithaopo o sa tlhole o le teng ka jaana batho ba eteleditse pele go atswiwa. ENDS society 9 Dandane e tlaa tlhoma kgosana Banni ba kgotla ya Dandane kwa Bobonong ba baakanyetsa moletlo wa go tlhoma Kgosana Tomeletso Agosi mo setilong. Jaaka e le tlwaelo gore fa kgosi e tlogelabogosi ngwana wa gagwe wa ntlha ke ene a mo tlhatlhamang, Tomeletso o tlaa bo a tlhatlhama rraagwe, Rre Thuso Agosi yo o tlogetsengsetilo sa bogosi ka lebaka la bogodi kgwedi ya Phatwe e tlhola gangwe ngwaga oo fetileng. Moletlo o, o tlaa tshwarwakgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boferabobedi, ebile o tlaa tsewa gapee le wa tsamaya sentle wa kgosana ya pele. Dandane ke kgotla ya tetlanyo yabone ka bogolo mo dikgotleng tsa Bobonong. . Moanamisa mafoko wa komiti ee baakanyetsang moletlo o, Rre Mompoloki Mokete, o tlhalositse fa paakanyetso moletlo o, e tsweletse sentle ebile ba kopile tetla kwa Rre Mokete a re balaleditse Kgosi Days ka ditso di supa fa boora Dandane e le Batswapong ba batlholegang kwa goo Moremi ka jalo ba dumela fa go nna sebui sa tlotla ga gaKgosi Days go le maleba. Rre Mokete otlhalositse fa go nna teng ga ga Kgosi Days mo moletlong o go supa fa booraDandane ba gakologelwa kwa ba tlholegang teng ebile ba ikaelela go tsosolosatirisano mmogo ya bone le Batswapong. O boletse fa banni badikgotlana tsotlhe tse di welang ka fa tlase ga Dandane ba itlamile go tsenyaletsogo mo paakanyetsong ya moletlo o, ga mmogo le go ntsha dithuso tse di tlaadirang gore moletlo o o atlege. Rre Mokete a re lefa ba amogetsae dithuso tsa gobaakanyetsa moletlo o mo morafeng wa Dandane le setshaba ka kakaretso, gaba ise ba kgotsofalele dithuso tse ba di amogetseng ka ba solofetse tshologeloya batho ba le bantsi kwa moletlong o. society 9 Ba-na-le bogole ba a kgona Setshaba se gwetlhilwe go lemoga fa ba-nale-bogole ba nale bokgoni jo bo ka solegelang lefatshe leno molemo fela jaaka motho mongwe le mongwe. E rile a simolodisa dikgaisano tsa baithuti ba ba-nale-bogole kwa Moroka ka Laboraro, mothusa-molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Collen Tubego a gakolola banni botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a lemoge fa go sena boammaaruri mo dikakanyong tsa gore ga go sepe se se molemo se se ka rojwang mo mothong yo o tshelang ka bogole. “A rotlhe re fetoleng ka fa re ntseng re akanya ka teng ka ba-nale-bogole, re lemogeng gore re le malwapa le setshaba re ka anywa sengwe mo ditalenteng tsa ba-nale-bogole,” a tshwaela. Rre Tubego o ikuetse gape mo setshabeng go dira gotlhe mo go ka kgonwang go ribolola le go betla bokgoni jwa ba-nale-bogole. Fa a itebaganya le baithuti, Rre Tubego o ba gwetlhile gore ba seke ba inyatsa, ba amogele ka fa Modimo a ba tlhodileng ka teng. A re go ikamogela ke kgato ya ntlha e e botlhokwa ka e ka ba kgontsha go tlhomamisa gore ba fetola matshelo a bone le a ba malwapa a bone. Fa a latlhela tlhware logonyana, mogokgo wa sekole se se botlana sa Moroka, Mme Adelline Gunda o gakolotse batsena-tiro eo fa bana e le mpho ya Modimo, ka jalo go le botlhokwa gore ba fiwe tlhokomelo e e faphegileng segolo jang fa ba tshela ka bogole. O boletse gore go ngomola pelo go bo batsadi bangwe ba santse ba goga dinao go amogela bana ba bone ba ba tshelang ka bogole. Mme Gunda o supile gape fa go tshwanetse ga lemogiwa fa ba-nale-bogole ba tshabelelwa ke go gola ka bonya e bile ba tshwarela thateng fa go tla mo thutong, ka jalo a ikuela mo setshabeng go se ba felele pelo. E ne e rile a amogela baeng, kgosi wa motse oo, Rre George Moroka a tlhalosa fa batsadi ba tshwanetse ba amogela bana ba bone ka boitumelo le fa ba ka tswa ba na le bogole. A re o rolela hutshe batsadi ba bana ba ba nang le bogole, a re bopelokgale jwa bone jwa go itshokela dikgwetlho tse di amanang le kgodiso ya ba-nale-bogole bo a gakgamatsa mme e bile bo tshwanetse jwa galalediwa. Kgosi Moroka o supile fa go le botlhokwa go lemoga fa baithuti botlhe ba ba tsenelelang dikgaisano tsa mothale o, e le bafenyi ka tota kgangkgolo e le go ba supa mo setshabeng gore le bone ba kgone go ntsha bokgoni jwa bone. A re dikgaisano tsa metshameko ya ba-nale-bogole di botlhokwa ka di ba tlhagolela tsela ya go ka phadisanya le bangwe ka bone kwa mafatsheng a mangwe. Mongwe wa barulaganyi ba dikgaisano tseo, Mme Bella Ditshwene a re baithuti ba ba tla dirang bontle, ba tla fetela kwa legatong le le latelang, la go gaisana le balekane ba bone go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe leno tse di tla tshwarelwang kwa toropong ya Lobatse ka Lwetse. Mme Ditshwene o tlhalositse fa di tla dirisiwa go lemoga dinaletsana tse di tla emelang lefatshe leno kwa dikgaisanong tsa mafatshefatshe tse di tla tshwarelwang kwa Amerika mo nakong e e tla bolelwang. Dikgaisano tseo tsa beke di thulantse baithuti go tswa kwa dikoleng tse dipotlana tsa kgaolwana ya bokone di akaretsa sa Moroka, Kachikau, sa motse wa Tati Siding sa Bugalo, sa Timbi se se kwa motseng wa Tutume le tsa toropo ya Francistown sa Aerodrome le Moremogolo, ga mmogo le sa bananyana sa Tshimologo. Tse dingwe tse di tsereng karolo ke tsa Tonota le sa Mahudiri sa motse wa Shashe Mooke mme dikgaisano di tshegeditswe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go tsamaela kwa tshabeng e e akaretsang: Tshetlana ya Tebelopele ya 2016. society 9 Komiti e lebogetswe bokgabane Mookamedi wa kompone ya Mashambe Group, Rre Madongo Direng o galaleditse komiti ee neng e rulaganyetsa ditshupo tsa kgaolo potlana ya Bobirwa tse di neng di tshwerwe kwa Bobonong ka matlhatso. Rre Madongo yoo neng ele sebui sa tlotla kwa ditshupong tse, o tlhalositse fa komiti e, e dirile ka natla gore ditshupo tseo di atlege. O rotloeditse barua kgomo ba kgaolo ya Bobirwa go se ipone tsapa mo maitlamong a bone a borua kgomo lefa ba kopana le dikgwetlho. A re kgaolo ya Zone 7 e Bobirwa e welang kafa tlase ga yone, e paletswe kego fenya diteko tsa go tlhomamisiwa fa e sena bolwetse ja tlhako le molomo e bile dikgomo tsa yone dika letlelelwa go rekisiwa kwa mmarakeng wa Europa. Rre Direng o kgotlhaditse barua kgomo ba kgaolo ya Bobirwa go tshwaragana go bona gore ba diragatsa tse di tlhokwang mogo bone gore kgaolo ya bone e rurifadiwe fa e sena tlhoko le molomo le bone batle ba akole go rekisa dikgomo tsa bone kwa mmarakeng wa Europa. O ba gakolotse go tlhwaafalela temo thuo ka e supile fa e nale bokgoni jwa go ka tsosolosa le go kabakanya itsholelo ya lefatshe. Rre Direng a re kgaolo ya Bobirwa ee welang kafa tlase ga SPEDU eka dirisa temo thuo go tsosolosa itsholelo ya kgaolo eno ee wetseng tlase morago ga go tswalwa ga BCL. Moemedi wa SPEDU Rre Mosalagae Seosupeng o tlhalositse fa tirokgolo ya SPEDU ele go kabakanya le go tsosolosa itsholelo ya mafelo aa welang kafa tlase ga kgaolo ya SPEDU. A re SPEDU e na le komiti ee bopilweng ka maloko aa tswang mo mafelong a kgaolo ya SPEDU e bile ba tlhaloganya mathata aa mo metseng ya bone gore batle ba kgone go ntsha bogakolodi ka fa itsholelo ya mafelo a bone eka tokafadiwang ka teng. BOKHUTLO health 6 'Emelang thuto ka dinao' Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele a re o tshwenngwa ke go wela tlase ga maduo le botlhoka tsebe jwa bana mo dikoleng tsa kgaolo ya gagwe. Fa a buisa diphuthego kwa Matolwane le Moremi bosheng, Rre Maele a re o ntse a lekola dikole tsa kgaolo ya gagwe mme o fitlhetse maduo a sa kgatlhe gotlhelele. A re boitaolo jwa bana bo a tshwenya mme ja sekole se segolwane sa Moeng jone, bo ngomola pelo. O kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto le kgodiso ya bana le barutabana mme a kopa bogogi jwa motse wa Matolwane go etela sekole se se botlana sa koo go rarabolola mathata a sone. Mo go tse dingwe, Rre Maele a re puso e tla a fa barui molemo go kentela dikgomo tsa bone malwetse a kwatsi, serotswana le pholotso mme lebotlele le le lengwe le kenta dikgomo di le lekgolo, ka jalo go raya gore ba dikgomo di sa tshwareng lekgolo ba ikopanye gore ba kopanele molemo gonne fa o setse ga o kake wa dirisiwa gape. Rre Maele a re ga a tlhaloganye gore ke eng bogodu jwa leruo bo le bontsi mo kgaolong, mme go lebega bo dirwa ke batho ba motse, a re a ba seka ba dira jalo ka botlhe ke masika. E rile fa a itebaganya le ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa, Rre Maele a bolela fa tsela ya Martinsdrift/ Sefophe e tla a dirwa mo ngwageng ono wa madi. Ka poso ya Matolwane gone a re ba poso ba laolwa ke batho ba ba supang kgatlhego ya go nna le mabokoso a poso mme ba tshwanetse go nna lesome go ya kwa go lesome le botlhano. Fa a araba kgang ya lebelo la dikoloi mo motseng wa Moremi , mokhanselara wa Matolwane , Rre Opelo Modimowaitse o tlhalositse fa a kopane le ba ditsela mme ba solofeditse go tla go dira difokotsa mabelo mo motseng. Banni bone ba ngongoregetse go tlisiwa ga didirisiwa tsa lenaneno la lpelegeng morago mo go dirileng gore ba seka ba kgona go dira ditiro tse ba neng ba di file di akaretsa go baakanya sekole se sebotlana le matlwana a boitiketso kwa kgotleng ya Moremi mme mokhanselera o solofeditse fa a tla a latedisa kgang eo. Bokhutlo health 6 Boora-Seno ba latswitswe ke tlhware Banni ba kgotla yoo ra-Seno ga ba na go thubelwa metse jaaka go ne go builwe pele. Fa a ba rolela kgang kwa kgotleng eo ka Labobedi, mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi a re puso e tsere tshwetso ya gore ga go na ope yo o tla thubelwang le fa e le bone ba ba neng ba isitswe kwa kgotleng ya ditsheko tota. A re bangwe ba ne ba laetswe go duela P10 000 mme le bone ga bana go thubelwa e bile fa go na le ba ba neng ba setse ba duetse, lekgotla la kabo ditsha le tla ba busetsa madi a bone. O boletse fa jaanong ba lekgotla la kabo ditsha la ga Ngwaketse ba tla a simolola go baya banni ba kgotla eo, mme a tlhalosa fa ditsha dingwe di tla a felela di ngathiwa. Le fa go ntse jalo, a re o lebogela puso gore e rile ba ntse ba e sokasoka ya ba reetsa le fa go tsere lobaka lo lo leele, a tlhalosa fa go sa tshwane le fa ba ne ba thubetswe. Rre Rammidi o bile a kopa banni gore ba seka ba letlelela ope go tla go ipaya ka go setse go itsewe maina a ba ba sa bolong go nna kwa kgotleng eo. Fa a mo kgwa kgaba, modula-setilo wa lekgotla la ga Ngwaketse, Rre Mosimanegape Mophuting a re ga go bolo go dumalanwa gore goora-Seno e nne kgotla ya Kanye mme a gatelela gore ope a seka a leka go ipaya mo nakong eno. Rre Mophuting a re ke nnete ba na le maina a batho botlhe ba ba sa bolong go nna kwa kgotleng eo, a supa fa batho ba le babedi ele bone fela ba duetseng mo go ba ba neng ba kopilwe go duela. A re e ne e se tshwanelo gore go bo go duedisitswe batho, a supa fa se se neng se tshwanetse e ne ele gore batho ba go nna jalo ba isiwe kwa kgotleng ya ditsheko. O bile a re ba lemogile gore ditsha dingwe di amegile ka nako ya fa go segwa ditsha. Rre Mophuting a re dilo tsa ga Ngwaketse di salela kwa morago ka mabaka a gore batho bangwe ba di bua ka maikutlo a a gogomogileng, a re fa go ka tswelela go ntse jalo ga go na kwa go ka gorogwang teng. Ka nako ya dikakgelo banni ba ne ba leboga mopalamente Rre Rammidi gore o sale a sala kgang e e neng e sa ba robatse e, morago ka lobaka. Ba boletse fa dipelo tsa bone di le di tshweu jaanong ka mopalamente wa bone a ba thusitse fela thata. Mokhanselara wa ga Kebuwang, Rre Kgaboethata Ramotadima le ene o ne a leboga mopalamente, a re o dirile tiro e ntle go busetsa boora-Seno phetolo ka e bile ba ne ba re ga ba ye go tlhopha ka gore ga ba tlhaloganye kgang ya bone. Rre Ramotadima o rile boora-Seno ba ye go tlhopha Rre Rammidi ka gore ba bona tema e a e segileng gore a tle a e tsweledise ka go ba batlela ditlhabololo di tshwana le sekole, metsi le tse dingwe politics 7 Lephata le itlama go nyeletsa kanamo ya mogare Lephata la Botsogo kwa Bobonong le boloditse letsholo la go nyeletsa kanamo ya mogare wa HIV morago ga gore kgaolo ya Bobirwa le toropo ya Selebi Phikwe di kaiwe di amilwe ke mogare oo ka dipalo tse di kwa godimo. Mookamedi wa lenaneo le kwa lekgotleng la Bobirwa la tsamaiso botsogo (DHMT), Mme Doreen Kgosintwa a re lephata le le simolotse lenaneo le ba rotloetsang bakapelo go itlhatlhoba ba le mmogo go itsa go lobelana maduo sa bone morago ga tlhatlhobo. Mme Kgosintwa o tlhalositse fa ba tshwentswe ke go golela pele ga dipalo tsa mogare mo Bobirwa le Selebi Phikwe, ke ka moo ba boloditseng letsholo la go lemotsha le go rotloetsa setshaba ka botlhokwa jwa go itlhatlhoba le bakapelo. O tlhalositse fa lenaneo le, le le bidiwang Tsosoloso Couple HIV Testing Campaign le simolotse kgwedi e e fetileng mme le tlaa tsaya kgwedi. Mme Kgosintwa o boletse fa lephata la gagwe le thapile barutuntshi ba ba rutetsweng go ruta ka mogare wa HIV ba le masome mane go ralala kgaolo ya Bobiwa, ba ba tsamayang ba tsena ntlo le ntlwana go ruta le go rotloetsa setshaba go ya go itlhatlhobela mogare le bakapelo. O ne a gakolola setshaba go amogela barutuntshi ba lenaneo le mo malwapeng a bone. O boletse fa ba tlhomile ditante tsa itlhatlhobelo go ralala metse yotlhe ya Bobirwa mo mafelong a a nang le batho ba ba ntsi jaaka mo dikgotleng, mo manyalong le mo dikokelwaneng. Mme Kgosintwa o tlhalositse fa ba kgonne go fitlhelela mafelo a a kgakala a tshwana le Mashatu,Talana Farms le Richmark go isa lenaneo le. O tlhalositse fa lenaneo la bone le tsweletse sentle ka le tsibogetswe ke setshaba ka dipalo tse dintsi e bile le amogela batho ba ba sa tlang le bakapelo ka ga se mongwe le mongwe yo o nang le mokapelo. Mme Kgosintwa o kopile setshaba go itlhatlhobela mogare ka bontsi gore se tle se thusiwe ka nako fa se fitlhelwa ka mogare ga mmogo le go tsena mo mananeong a tshwana le a diritibatsi le la PMTCT. BOKHUTLO health 6 Sepodisi se ikuela mo batsading Batsadi ba kgothaditswe go emisa go sireletsa bana ba bone ba ba ikamantseng le borukutlhi. Go buile jalo Special Costable Theodora Motlhaomme wa sepodisi sa Botswana mo phuthegong kwa kgotla ya goo Mogotsi kwa Molepolole bosheng. Mme Motlhaomme o supile fa seemo sa borukutlhi se golela pele mo kgaolong e, mme go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone ba lemogile fa borukutlhi jo bo akaretsa go dirisa ditagi, mme thata go goga motokwane, petelelo, go thuba le go utswa mo malwapeng bosigo, go phamolela babereki maitseboa fa ba tswa ditirong le go tsaya ka dikgoka. A re borukutlhi bo dirwa ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba e ka bong ba tlhwaafaletse dithuto tsa bone ka jaana bontsi jwa bone e le bana ba sekole. O tsweletse ka go tlhalosa fa go supagala fa batsadi ba itse ka borukutlhi jo bo dirwang ke bana ba bone, mme gangwe le gape batsadi ba rotloetsa e bile ba a loba fa ba sepodisi ba tlhoka go thusiwa ka tsa ditlhotlhomiso. A re batsadi ba na le go roma bana ba bone go ba rekisetsa motokwane kwa balekaneng ba bone kwa sekoleng. O kopile gore banni ba kgotla ba bereke le bone ka dinako tsotlhe fa go tla mo dikgannyeng tsa go lwantsha borukutlhi. O tsweletse ka go gakolola banni go sa bula matlhabaphefo ba bo ba sa a tswale fa selemo se gorogile jaana gonne seo se fa magotswana natla le bomotlhofo jwa go senya ba sa kgoreletswe ke sepe. E re ka jaana a berekela mo lekalaneng le le itebagantseng le twantsho borukutlhi o kgothaditse banni go simolola mokgatlho wa ntebela ke go lebele le go tlhopha komiti e e tlaa tsamaisang mananeo le merero ya mokgatlho o. Mo go tse dingwe mokhanselara wa kgaolo e Rre Ellen Jacob o supile matshwenyego ka boimana jwa banana le ba ba mo dikoleng ka bophara, o tlhalositse fa bana ba le makgolo a mane,masome matlhano le metso e le meraro ba tlogetse sekole monongwaga ka ntata ya boimana, se se tlhabisang ditlhong le go feta ke gore bana ba sekole se segolwane sa Kgari Sechele Senior ba eteletse palo e pele ka masome a mararo le metso e fera bongwe. O gakolotse batsadi go kgothatsa bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sale babotlana ka jaana go ka kgoreletsa dithuto tsa bone.BOPA education 4 Mapodisi a tlhotlhomisa loso Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba shetseng mo ntlong kwa Kanye bosheng mme yo mongwe a tlhokafala. Fa a bua mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale a re e ne ya re bosheng ba amogela pego ya molelo kwa kgotleng yoo Ruele mo Kanye. A re mme yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa o ne a lotleletse bana ba gagwe mo ntlong ya phiriso maitseboa a re o boa golo gongwe ka pele mme bana ga lemotshega fa ba ne ba sala ba tshameka ka ditlhokwa tsa molelo. A re mme yoo o ne a tlogela ngwana yo monnye a robetse. O ne a tlhalosa fa e rile mo go tshamekeng ka ditlhokwa tsa molelo ba di tshubile lengwe lwa wela mo godimo ga bolao mme la fisa kobo, ka jalo ga tlhagoga molelo. Rre Mogale a re bana bao ba dingwaga tse tlhano, bone fa yo monnye a ne a le ngwaga le dikgwedi sisupa. A re go lemogeng fa molelo o kapile dikobo, bana ba bagolwane ba ne ba kua, baagisanyi ba tsibogela mokgosi wa bone mme ba fitlhela go lotletswe e bile ntlo e phephetha mosi. Rre Mogale a re beng ba lolwapa ba ne ba bula ntlo eo mme ba kgona go falotsa bana bao, a tlhalosa fa ba bagolwane ba ne ba sa gobala fa e se yo monnye yo molelo o o neng o mo fisitse thata mo maotong. A re ngwana o ne a ragosediwa kwa bookelong, kwa e neng ya re moragonyana ka Tshipi ga begwa fa a tlhokafetse. O kopile setshaba go ikgapha mo go tlogeleng bana ba banye ba le bosi go sena yo mogolwane mo go bone mo matlong ka bana ba rata go lekeletsa dilo. crime_law_and_justice 1 Ba feta 70 000 ba dirile loaro la borre Baagi ba motse wa Letlhakane ba tlhaloseditswe fa lenaneo la ga kgaola letlalo la bonna ka tsela e sireletsegileng, le simolotse go tswa tema ka go setse go rupisitswe borre le basimane ba feta 70 000. Mothusa mookamedi wa lekalana le le okametseng mananeo a twantsho mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS la NACA, Rre Fraser Tlhoiwe, o ne a itela mo batsading ba kgaolo potlana ya Boteti go rotloetsa borre le bana ba basimane go inaakanya le lenaneo le, ka le ka nowa moro mo maitekong a go kganela kanamo ya mogare wa HIV le malwetse a mangwe, a anamang ka go tlhakanela dikobo. Rre Tlhoiwe o buile jalo ka letsatsi la go atametsa setshaba ditlamelo tsa botsogo kwa Letlhakane mo bosheng, a re ba tsweletse ka go tiisa maiteko a go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, a supa fa go sa tswa go simolodisiwa lenaneo la Tsosoloso, le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa setshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV. A re le fa go itlhatlhobela mogare e le yone pinagare ya mananeo ya go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS ka jaana go se ditshwetso dipe tse motho a ka di tsayang a sa itse seemo sa gagwe, dipalo di supa fa go itlhatlhobile palo ya Batswana ya 41 per centmo dikgweding tse di lesome le bobedi tse di fetileng. Rre Tlhoiwe a re puso ya Botswana e eteleditse pele thibelo ya mogare wa HIV, mme e tshwere ka thata go lwantsha kanamo ya one. O supile fa go na le mananeo a go rotloetsa setshaba go fetola boitshwaro jaaka a banana a Wise Up le Youth Counseling on Air (YOCA) le O Icheke.Mo godimo ga mananeo a, Rre Tlhoiwe a re go simolodisitswe metshameko o o rutang ka twantsho mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS wa telebishene, o o bidiwang Ntwakgolo le thulaganyo ya go romelela mapalamente molaetsa e mekhutshwane beke le beke gore ba tswelele ka go tsibosa setshaba ka bolwetse jwa AIDS kwa dikgaolong tsa bone. A re thulaganyo ya go romelela bagolwane molaetsa e mekhutshwane ya twantsho bolwetse jwa AIDS e tlaa atolosiwa go akaretsa magosi, makhanselara le baeteledipele ba bangwe ka maikaelelo a gore gongwe le gongwe fa ba leng teng, ba itse fa HIV e sa ntse e le nngwe ya dikgwetlho tse apereng lefatshe la Botswana. Rre Tlhoiwe a re sengwe sa botlhokwa ke gore palamente e sa tswa go dumelana gore go tsenngwe molao wa mananeo otlhe a twantsho kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo tirisong. A re go papametse gore puso ya Botswana e dirile go le gontsi go babalela matshelo a Batswana ka go simolodisa mananeo a go thibela kanamo ya mogare wa HIV le go fokotsa manokonoko a bolwetse jwa AIDS. BOKHUTLO health 6 Metlha ya maloba e fetile-Mokganedi Mongwe wa batho ba ba akotseng lenaneo la puso la nyeletso lehuma Mme Christinah Mokganedi a re bomme ga ba sa tlhole ba dikologa le meriti ya ditlhare go sena se ba se dirang ka puso e phutholotse letsogo go ba thusa ka mananeo a ba ka inamolang mo leubeng ka one. Fa a buisana le lekalana la dikgang la BOPA, Mme Mokganedi yo o tlholegang mo kgotleng ya Botshabelo mo Maun o tlhalositse fa a bone go le matshwanedi go akola mananeo a puso a a itebagantseng le go nyeletsa lehuma mme a bofa dikgole tsa ditlhako tsa gagwe a latela ba puso go ya go ikopela lenaneo la temo ya ditlhare (backyard nursery) le mo gompieno le mo thusang go tshela a bo a tshetsa le ba lapa la gagwe. O boletse fa bomme ba lebanwe ke kgwetlho ya go jesa malwapa le go godisa bana,ka jalo o ne a kgothatsa bomme ka ene go ititaya ka thupana go itshetsa ka mananeo a puso a tshwana le la temo ya digotlo. “Lenaneo le ke le simolotse ka ngwaga wa 2015 morago ga go lomaganngwa le ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ke bommaboipelego ba ba neng ba kanoka seemo sa me le bokgoni jwa me, mme ba felela ba ntsenya mo lenaneong la temo ya segotlo le le ka fa tlase ga lenaneo la puso la nyeletso lehuma,”ga tlhalosa jalo Mme Mokganedi. O boletse fa a thusitswe ka moriti o o sireletsang dijalo le tanka ya metsi. O tsweletse a re o ne a tsena dithuto puisano di le mmalwa tse di neng di itebagantse le thutuntsho mo mehameng e e farologaneng jaaka kgwebo le temo ya ditlhare. E re ka Setswana se re dilo makwati Mme Mokganedi o boletse fa a ithutile temo ya ditlhare mo go Mme Kelebile Keneetswe yo e leng mantswitswidi mo temong e ya ditlhare, e bile le ene e le moakodi wa lenaneo la temo ya segotlo mme e bile a thusitswe ke bone ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng. Mme Mokganedi o tsweletse ka gore ditlhare tsa gagwe di rekwa ke batho ka kakaretso mme thatathata di kgatlhegelwa ke batho basweu,dikomponi le maphata a a farologaneng a puso, A re ipapatso ke konokono mo kgwebong ka e dira gore kgwebo e itsege le mo mafelong a a kgakala. E re ka gotwe Roma ga a agiwa ka letsatsi le le lengwe Mme Mokganedi o tlhalositse fa di le dintsi tse a setseng a di fitlheletse mo botshelong jwa gagwe ka thekiso ya ditlhare. A re ka pelo mmalabadi e kgonwa fela ke go bofiwa,o balabala ka pelo gore o tlaa fudugela leng kwa setsheng sa gagwe se ka jaana metsi a ise a fitlhe teng,mme a ikgomotsa ka gore kgwebo ya gagwe e sa ntse e kgonne go mo agela ntlo teng. Le fa go ntse jalo Mme Mokganedi o gakolotse fa mo botshelong go sena sepe se se sekeng se diragala fela go sena dikgwetlho dipe. O boletse fa mo kgwebong ya gagwe diji e le tsone mmaba mogolo, mme a tlhalosa fa kgwebo e tshwana fela le ngwana, e tlhoka tlhokomelo, boitshoko, boineelo le lorato mo go se o se dirang ka e le tsone tse di mo tiisang moko mo tirong ya gagwe ya malatsi otlhe. “Ke tshwenngwa thata ke banana ba ba sa batleng go tshwara ka diatla mme ba ikaelela go adima marapo tshwene botshelo bo le bokete jaana mo malatsing a segompieno. Banana ba ba feletsa ba utswa mo e bileng ba sa tshabe go tsena mo lwapeng ba utswa ditlhare,ka jalo ke kopa banana gore ba eme ka dinao ba itirele,”ga gakolola Mme Mokganedi. O tsweletse ka gore o eletsa go ipona a dule mo lenaneong la go lemela fela mo tshingwaneng ya gagwe ya mo lwapeng mme a lemela mo tshimong e tona ka a batla go atolosa kgwebo ya gagwe. Mme Mokganedi o tlhalositse fa motse wa Maun o dikaganyeditswe ke dihotele le madirelo a bojanala ka jalo a batla go itebaganya le go lema diherbs ka e le tsone tse di ratiwang bobe ke bajanala. O feditse ka gore o tlaa tswelela a tshwere ka mowa o wa boipelego mo nakong e ramasedi a tlaa bong a santse a mo adimile yone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dikomiti di ngongorega ka tirisano mmogo Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba sebete se molangwana ka dikgosana le mapolotiki aa ba tseelang ditshwetso. Ba boletse se mo thuto pusanyong ee neng e tshwaretswe maloko a masha a dikomiti kwa Mmashoro bosheng. Maloko ao ke a a tswang kwa Malatswai, Mmashoro, Dimajwe, Majwanaadipitse le Ramakgate ba ba neng ba rutwa ditsamaiso tsa dikomiti le ditshwanelo tsa bone.Ba boletse fa komiti ya ditlhabololo e le palamente ya motse e e tsamaisang ditlhabolo jaaka go hira maloko a Ipelegeng, go bakanyetsa diphuthego tsa mapalamente le go golaganya puso le morafe. Ba re mapolotiki ba na le go ba susumetsa ditshwetso ntle le go ba rerisa mme nako tse dingwe ba kgala ba bo ba senya se ba se akantseng le maloko le mororo ba filwe boikarabelo jwa go tsaya megopolo ya morafe le go lebelela ditlhabobolo. Maloko ba boletse gape fa dikgosi dingwe le fa go ne e le maloko a dikomiti, di gatelela maloko. Ba boletse fa dikgosi le tsone di batla go dirwa tse ba di akantseng go na le megopolo ya dikomiti. Kgosi Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe o boletse fa dikomiti dingwe di nyatsa bogosi, ka jalo di dira di le nosi di sa rerise bogosi. Kgosi a re fa dilo di ya masweng, ke gone ba boelang kwa go bone. A re ke bone badisa ba morafe ba itse matlhoko a bone jaanong dikomiti di dira di le nosi. Kgosi Motalaote Motalaote wa Botalaote ene o boletse gore fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di dirisana mmogo le bogosi, makhanselara le badirelapuso tsotlhe di ka tsamaya ka botswerere go se na dikgogakgogano. O boletse fa dikomiti di laolwa ke melawana mme di tshwanetse go o sala morago gore ditlhabololo di seka tsa kgoreletswa ke sepe. politics 7 Thuto ke boswa Barutabana ba sekole se se botlana sa Phaphane ba akgoletswe tiro e ntle e ba e dirang ya go bereka ka natla go ntsha maduo a a itumedisang. Mo moletlong wa go ipelela go dira sentle ga bana ba lokwalo la bosupa ba sekole seo ba ngwaga o o fetileng, mookamela sesole sa Botswana, Lieutenant General Gaolatlhe Galebotswe a re go rata tiro le boineelo jwa barutabana, go nna le maikaelelo le maikemisetso mo tirong ya bone ya sekole ga baithuti, le botsadi jo bo tlhaga mo dithutong tsa bana, ke dilo dingwe tse di isang thuto golo gongwe. Lt. General Galebotswe a re bana ke bone baeteledipele ba lefatshe leno ba kamoso ka jalo ba tshwanetse go tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole seo, Mme Mosasi Selemogo o supile fa ba bereka ba tshwaragane le komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le batsadi ba bana ba ba tsenang mo sekoleng seo. Mme Selemogo a re barutabana ba sekole sa gagwe ba dira ka natla mo tirong ya bone, mme se se mo itumedisang segolo bogolo ke gore ba kgona go bereka ka mafelo a beke le ka malatsi a boitapoloso tota mme ba sa lope dituelo dipe. A re se, ke sone se se dirang gore sekole sa bone se dire sentle, a tlatsa ka gore le batsadi ba eme bana ba bone nokeng. O tsweletse a re ba na le thulaganyo e mo go yone ba laletsang batsadi go tla go bona tiro ya bana fa dikole di tswalwa, a kaya fa seo le sone se ba thusa fela thata ka go kgothatsa bana go dira sentle. Mme Selemogo o tlhalositse fa sekole sa bone se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng a mme bolela fa e se lantlha gonne ka 2012 ba ne ba di goga kwa pele gape. O akgoletse puso ya lefatshe leno go bo e bone go le botlhokwa go ba isa dikoleng go ya go oketsa dithuto tsa bone, a supa fa le gone go na le seabe mo go ntsheng maduo a mantle ao. Mookamela lephata la thuto wa kgaolo ya Kgatleng, Rre Sir Wonder Masebola o supile fa sekole sa Phaphane se dirile kgaolo ya bone motlotlo ka go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa. A re ke maiteko a mantle fela thata gonne se gaisana le dikole tse di ikemetseng mme se nna se tsaya maemo a ntlha. Rre Masebola a re sekole seo se nnile sa ntlha go fiwa dibolo ke tautona morago ga gore se dire sentle gape ka 2012. E ntse e le kwa moletlong oo, Botswana Savings Bank e ntshitse mpho ya P50 000 e le go rotloetsa thuto mo lefatsheng leno. Fa a aba madi ao, mookamela banka eo, Rre Leatile Maine o supile fa ba sa le ba itshwaraganya le sekole seo ngwaga o o fetileng morago ga go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa bana ba lokwalo la bosupa ka 2012. A re ngwaga o o fetileng ba ne ba se abela P25 000 mme ba ba solofetsa gore fa ba ka dira sentle gape ba ya go oketsa madi, jalo ba diragaditse tumalano eo ka go ba abela P50000 monongwaga. Rre Maine o tsweletse a ba solofetsa gore fa ba ka dira sentle gape ngwaga ono ka go gaisa dikole tse di mo Botswana tsotlhe ba tla oketsa madi a bone gape. BOKHUTLO education 4 Diphologolo di tlhorontsha banni Banni ba Sepako mo kgaolong ya Nata/Gweta ba kopile lephata la diphologolo, bojanala le tikologo go epela diphologolo tsa naga sediba kwa CT 5 gore di tlogele go lwela metsi le bone. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Smart Mosweu o boletse fa sediba sa diphologolo tsa naga sa kwa Ngwasha, se lebega se le kgakala le tsone ka jalo di thibelela kwa didibeng tse di nosang batho di lwele thoti le bone mme seo se baya matshelo a bone mo diphatseng. O supile fa ba tshwenngwa thata ke bophiri ba ba feditseng leruo la bone mme ba sa bone epe phimolo keledi. A re o kopa gore phiri le yone e tsenngwe mo palong ya diphologolo tse di duelelwang fa di senyeditse batho. Modulasetilo o ngongoregile ka seemo sa metsi a ba a dirisang a tlhalosa fa a fetola dijo mmala ka a le letswai, ka jalo a kopa gore bogolo ba sielwe metsi a a tswang kwa didibeng tsa Majeretengwa kana Manxotai, ka one a le botoka fela thata . E ne e rile go le pele a amogela baeng, kgosi wa Sepako Rre Joseph Ramaditse a lebogela mananeo a puso, a supa la Ipelegeng le thapa batho ba le lekgolo le masome a mararo kgwedi le kgwedi . A re la nyeletso lehuma lone le na le dikgwetlhonyana mme ba lekile go bopa komiti e e tla di seka sekang. Kgosi Ramaditse o tlhalositse fa nteletsa wa bobedi le sekontere di ngoketse bodiredi kwa motseng wa gagwe ntswa bone bo le maoto a tshupa pele. O ile a bolela fa ba tswa kgakgala ba kopa puso go ba rebolela lefatshe le le seegetsweng fa thoko gotwe ke la puso, a re le tsere naga yotlhe mo kgaolong jalo bone ba salelwa ke sekidinyana fela. Kgosi Ramaditse o kopile gore go gokelwe motlakase mo motseng ka o ne o le mo ditogamaano tsa ditlhabololo tsa borobabongwe. Fa a kgwa kgosi kgaba,tona Mokalake o tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya gore batho ba ka dirisa ditsha tsa masimo go ruela mo go tsone. O tsweletse a re batho ba rekisa lefatshe ka tsela e e gakgamatsang mme selo seo se tshwenya puso fela thata. Ka kgang ya kopo ya lefatshe la puso go fiwa banni go le itirisetsa, o boletse fa ba santse ba buisana ka yone mme a ba tshepisa fa a tla isa matshwenyego a mangwe a bone kwa maphateng a a lebaganeng. Bokhutlo society 9 Go ja dijo tse di siametseng mmele konokono Moeteledipele wa tsa khiro le tsamaiso puso mo lephateng la dikago le tlhabololo matlo go tswa ofisi kgolo Gaborone Rre Molefi Dirakano o kgothaditse badiri ba lephata leo go ja dijo tse di senang mahura a mantsi le go itshidila mmele. A re go dira jalo go ka thusa mo botsogong jo bo siameng le mmele o o itekanetseng. Rre Dirakano o buile jaana mo letsatsing la babereki ba lephata la dikago le tlhabololo matlo le le neng le seegetswe fa thoko go fa badiri sebaka sa go itshidila mmele le go ithuta ka malwetse a a sa tshelanweng le botlhokwa jwa go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone. Moeteledipele o ne a tswelela ka go tlhalosa fa bogologolo batho ba ne ba sa tshabelelwe ke malwetse a a leng teng gompieno ka ba ne ba ipha nako ya go tsamaya ka maoto le go dira ditiro tsa diatla le tsa mo malwapeng. O supile fa gape ba ne ba aja dijo tsa setso le maungo a naga ka di na le menontshane e e lekanetseng go na le tse di jewang mo nakong ya gompieno tse di nang le mahura, sukiri le letswai le le ntsi, tse a reng di na le seabe se se ntsi mo go tsenweng ke malwetsi a a sa tshelanweng. A re morago ga go lemoga fa go na le kwelo tlase ya maduo mo tirong le ntswa go na le mananeo a tokofatso maduo, puso e ne ya rotloetsa maphata a puso go simolodisa dikomiti tsa botsogo le boitekanelo go tokofatsa maduo ka modiri a ka seke a kgone go dira tiro ka manontlhotlho fa a sena botsogo jo bo nametsang. O ne a gwetlha badiri go tseela kwa godimo botsogo jwa bone ka go ya go itlhatlhobela malwetse a akaretsa sukiri, madi a matona, kankere gammogo le HIV go ka ba thusa go itseela dikgato tse di maleba pele ga bolwetse bo tsaya phekelo e sele. Rre Dikarano o ne a supa fa go itekanela ga badiri go ka fokotsa ditshenyegelo tsa puso mo go tsa botsogo le go fokotsa malatsi a a neelwang badiri ke dingaka a go ikoka mme seo se thuse thata mo koketsegong ya itsholelo. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane mo go tsa botsogo le pabalesego mo tirong go tswa ofisi kgolo mo lephateng leo Mme Kgaotsang Kamwi o ne a gakolola badiri ba lephata la dikago le tlhabololo matlo go nna le seabe mo kabong ya madi a mmele ka a tlhaela thata mo lefatsheng leno. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Mme Magdaline Ndlovu mogolwane go tswa mo lephateng leo o ne a gwetlha bomme go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo le ya lebele pele ga e kekela ka e tsweletse ka go gapa matshelo a bomme ba le bantsi mo lefatsheng leno. Mme Ndluvu o ne a kgothatsa babereki ba lephata leo mo Tsabong go tswelela ba tsholeletsa leina la lephata leo kwa godimo ka go thusa maphata a puso ka ditirelo tsa tlhwatlhwa e bile di le maleba le ka nako e e tshwanetseng. O ne a ba kopa go tseela ditiro ya bone kwa godimo ka ba thapilwe ke puso ka tsholofelo ya gore ba tlaa direla seshaba ka manontlhotlho le ka botho jo bo eletsegang. Mo letsatsing leo ba District Health Management Team ba ne ba tlhatlhobela babereki malwetse fa ba Tebelopele le BOCAIP ba ne ba tlhatlhobela batho HIV. health 6 Banni ba kopa go fetolwa ga melao ya tsa phiro le pereko Banni ba kgotla ya Tsopeng ba kopile mmatoropo le makhanselara a gagwe go dira tshutiso ya gore melao ya pereko e fetolwe ka jaana ya gompieno e baya babereki ka fa mosing. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo, Mme Malebogo Kruger kwa kgotleng ya Woodhall ka Laboraro. Ba supile fa ba lebogela tshologelo ya babeeletsi go tswa kwa mafatsheng a sele ka jaana ba thusa go bula diphatlha tsa mebereko mme sebe sa phiri e le gore dituelo tsa bone di kwa tlase fela thata go ka tlhabolola matshelo a bone. Ba ne ba ngongoregela dikompone dingwe tse di sa saleng melao ya phiro le pereko morago sentle ba supa fa bangwe ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go direla mo lefatsheng leno. Ba tswelela ba supa fa baeteledipele bangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batho diphatlha tsa mebereko fa ba ka tlhakanela dikobo le bone. Ba ne gape ba lela ka dinako tsa pereko tse ba supileng di le ditelele ntswa dikatso di le kwa tlase mme e bile le diaparo tsa itshireletso ba sa di neelwe ntswa ba direla mo mafelong a a tlhokanang le kapari e e faphegileng. Ba ne ba tlatsa ka gore ba bona dituelo morago ga nako e telele mme se se ba tlhokise kutlwisisano le beng ba matlo a phiriso le gone go nna lobaka ba sa obe lebogo. Banni ba ne ba tswelela ba supa fa se, se baya baithuti ka fa mosing ka jaana bana ba ya dikoleng ba sa tsenya sepe mo maleng gape le yone kapari e se mo seemong se se itumedisang mme se se feletse se kgoreletsa go ithuta sentle ga baithuti ka jalo go feletsa go nna le kwelo tlase ya maduo mo dikoleng. Ba ne ba gwetlha baeteledipele ba toropo go etela dikompone ka go farologana mo toropong go sekaseka gore a melao ya phiro le pereko di salwa morago fa go sa nna jalo ba tseelwe dikgato tse di maleba go itsa go tlhorontsha babereki mo isagong. Fa a ba kwa dikgaba, Mme Kruger o ne a ba tlhalosetsa fa boeteledipele jwa khansele ya toropo ya Lobatse bo itlamile go tsenya leitlho le le tseneletseng thata go netefatsa gore melao ya phiro le pereko e salwa morago mme ka maswabi ga ba na thata ya go ba tseela dikgato fa ba ka fitlhela dilo dingwe di sokame. O supile fa bone e le khansele ba bofeletswe matsogo ka fa morago ka jaana go na le ofisi e e maleba ya tsa pereko e e itebagantseng le gone go tseela dikompone dingwe dikgato fa go na le dilo dingwe tse ba sa di obameleng. O ne a supa fa ba tlaa tsibogela kgang ya gore babereki mo dikomponeng ga ba abelwe kapari ya itshireletso ka jaana eo yone ba na le tetla ya go ka tsereganya kgang ya teng. Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso e a intshitseng go tlhabolola matshelo a bone go ba ntsha mo manokonokong a lehuma go tshela matshelo a a eletsegang. Mananeo a tshwana le la Gender Affairs le le itebagantseng le go thusa bomme go ka itshimololela dikgwebo gammogo le la SHHA go ka ikagela bonno jo bo eletsegang. O ne a tlhalosa gore fa ba ka tlhwaafalela dikgwebo tsa bone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko mme se se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong ka ponyo ya leitlho. Mme Kruger o supile gape gore e le mmatoropo le makhanselara a gagwe, ba itlamile go direla setshaba sa toropo ya bone ka botswapelo ka jalo ba itshegetse dielo go bona gore ba isa ditirelo kwa setshabeng le gone go itseela ka tsebe matshwenyego le dikeletso tsa bone go bona gore ba ka atolosa ditirelo tsa bone ka tsela e e faphegileng ba setse dikeletso tsa morafe morago. Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgotla ya Tsopeng Bokone, Rre Gofaone Kedise o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni gore melao ya tsa phiro le pereko e setse e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse go fetolwa. O kopile mmatoropo go laletsa mopalamete wa kgaolo gore ba tle ba mo neele mofago wa go isa tshutiso eo kwa palamenteng ka jaana bone ba sena thata ya go fetola melao e e tlhomilweng ke palamente. Rre Kedise o supile fa dituelo tsa babereki ba ba direlang mo dikonterakeng di le kwa tlase fela thata mo batho ba sa kgoneng go ka itepatepanya le seemo sa itsholelo ka jaana ditlhwatlhwa tsa dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botshelo di le kwa godimo fela thata. society 9 Kgaisanyo ya Miss RADP e tlhoka thotloetso Mohumagadi wa Batlokwa, Mme Thandie Gaborone, o kopile bagwebi go rotloetsa puso mo dikgaisanyong tsa mmabontle tsa Miss RADP tsa metse ee kgakala le ditlamelo. O buile se kwa moletlong wa dikgaisanyo tsa mmabontle oo kwa Sekhutlhane kwa kgaolong ya Borwa bosheng. Mohumagadi Gaborone o galaleditse puso go bo e leka ka bojotlhe go rotloetsa banana ba dikgaolo tse, mme a kopa makalana a a ikemetseng go rotloetsa dikgaisanyo tseo. O ne gape a galaletsa barotloetsi ba mmabontle o. O tlhalositse fa sekolo sa bone se itlamile go thusa puso, mme a supa fa batla duelela mmabontle le rabontle go dira dithuto tsa Certificate tse ba tla di itlhopelang. Rre Chiparo o tlhalositse gape gore botlhe ba ba neng ba tsenye dikgaisanyo, mme ba na le dikeletso tsa godira dithuto dipe kwa sekolong seo, batla ba thusa ka go duelela bontlha bongwe. Modulasetilo wa khansele potlana ya Good Hope, Mme Maobene Molefhe o ne a tlhalosa fa dikgaisanyo tseo di le botlhokwa ka di supa bokgoni jwa bo mmabontle. O galaleditse bafenyi, mme a re o solofela fa ba tlaa tswelela ba supa bothakga ka go nna sekao mo bananeng ba bangwe. O galaleditse Mohumagadi Gaborone go tswelela a ba ema nokeng, a re o dumela fa puso e tlhoka go thusiwa gore dikgaisanyo tseo di gole. Mme Molefhe o ne gape a galaletsa barotloetsi botlhe. Kgaisanyo e ne ya gapiwa ke Mmapula Legoiwa le Matla Maswe ba batla yang go emela kgaolo kwa makgaola-kgaonnyeng a mono ngwaga. economy_business_and_finance 3 Itseng batho ba lona-Tema Baetelediepele ba motse ba kopilwe go itse batho ba metse ya bone ba ba tlhokang go thusiwa ka mananeo a go tlhabolola matshelo a batho ba magae go hema seemo se mo go sone batho ba ba lebaneng ba sa kgoneng go amogela dithuso ka nako. E rile a buisa phuthego ya therisanyo go abelana megopolo le boetelediepele jwa kgaolo ya Mogoditshane, mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Wadza Tema, a supa fa a tshwenngwa ke go runya ga dikgang tsa tiego ya go thusa ba ba lebaneng le mororo boeteledipele bo le teng go ka itse ba ba lebanweng ke dithuso. Mokwaledi Tema a re e re le ntswa a sa nyatse go ikuela ga batho fa ba diegetswe go thusiwa o dumela gore boetelediepele ga bo dire mo go lekaneng go tsaya boikarabelo jwa go tshwaraganela mathata a morafe le bodiredi go na le go supana ka menwana. A re lephata la boipelego le faraferwe ke mananeo a a itebagantseng le tlhabololo matshelo a morafe ka jaana go botlhokwa gore e re lefa ba dira tiro e ba e rutetswe ya go sekaseka bao ba lebanweng ke dithuso, ba bo ba dira ba tla ba gakololona le boetelediepele. Mokwaledi Tema o bile a gatelela botlhokwa jwa go tsenya leitlho ga baetelediepele mo dijong tsa batlhoki tse di abelwang batho ba metse ya bone go ema kgatlhanong le go abiwa ga tsone bosigo. O gateletse gore dikomiti le morafe di tshwanela go tlhomamisa gore batho ba amogela dijo tsa boleng jo bo rileng ba di fiwa ka dinako tse di tshwanetseng e se ka sephiri. Phuthego e ne gape ya lekodisiwa ka go bulwa ga ofisi ya ditirelo, Service Centre kwa mmolong wa Mafenyatlala mo Molepolole, e e tlaa bong e itebagantse le go ntshiwa ga ditirelo tsa boleng le go amogela le go tsibogela Matshwenyego a morafe ka bofefo. Mokwaledi o bile a ikuela mo go bo rre ba ba phuagantseng bana le bomme ba ba sa kgoneng go itse fa ba rwesitse khansele mokgweleo ka dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba sa tlhokomelweng. Kgosi Seeletso Pule wa Gabane ene a re o tshwenngwa ke go sa lomaganang ga boeteledipele jwa ofisi ya ga molaodi, khansele le ba kabo ditsha mo kgaolong potlana ya Mogodistahen/Thamagare. A re seemo seo se tshwanetse sa tokafadiwa gore bodiredi jo bo kwa tlase bo tlhofofalelwe ke go diragatsa manaeo a puso. Kgosi Pule a re o tshwanngwa gape ke gore melawana e e laolang tsamaiso ya mananeo a puso ga e salwe morago mme seo se kgoreletse thata go diragadiwa ga mananeo. Mo dikgannyeng tse dingwe barutabana ba kgaolo eo ba ngongoregile ka bodiredi jwa khansele jo bo sa dirisanyeng nabo ka go ganelela mo matlong a dikolo le mororo ba gana le gone go duela. Ba re seemo seo se a ba kgoreletsa ka jaana se tsenya kgotlhang fa gare ga botsamaisi jwa dikolo le barutabana ka jaana dikolo di lebanwe ke tlhaelo e e kwa godimo ya matlo a boroko. Le fa gontse jalo Rre Tema a re boetelediepele jwa dikolo bo tshwanela go bo bo dirile thulaganyo e e tlamang baikopedi mme e re go pala dikgato tse di maleba di tsewe ka fa tlase ga bogakolodi jwa mmueledi wa khansele Mokhanselara wa kgaolwana ya Thamaga bokone Rre Palelo Motaosane, a re fa ditirelo di ntshiwa ka maikutlo, go santse go tla nna thata go fokotsa dingongorego tsa morafe. Mokhaselara wa kgaolwana ya Thamaga bophirima Rre Tona Selala, ene o gakolotse botlhokwa jwa go rerisanya le boeteledipele ka mananeo go hema go ganetsanya le bodiredi mo go bakwang ke go tlhoka kitso ya se se diragalang, a fa sekai ka lenaneo la bana le bogole gore go na le ketsaetsego mo go diragadiweng ga lone. politics 7 Men Sector e itshwaraganya le borre ba batlhoka pono Lekgotla la Men Sector mo Kgatleng le itlamile go tshwaragana le la Botswana Association for the Blind and Partially Sighted (BABPS) go ruta le go ema nokeng borre ba batlhoka pono mo dikgannyeng tse di ba amang tsa letsatsi le letsatsi le go fetisa melaetsa ya botlhokwa. E rile a bua kwa thutopuisanong e e neng e tshwaraganetswe ke makgotla oo mabedi kwa Pudulogong Rehabilitation Development Trust for the Blind ka Matlhatso, modulasetilo wa Kgatleng Men Sector Rre Mmabaledi Dipheng a rotloetsa borre go tsaya karolo mo go tsa botsogo e le ditlhogo tsa malwapa. Rre Dipheng o tlhalositse fa ba ikaelela go ama le go tsibogela dikgang tsa botsogo tse a kaileng fa borre ba saletse kwa morago mo go tsone segolo bogolo go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a dikobo a kaya fa seo se tshwenya fela thata. O ne a tlhalosa fa puso e leka ka bojotlhe go isa ditlamelo kwa setshabeng a fa sekai ka condom e e kwadileng ka mokwalo o o faphegileng wa brail o o dirisiwang ke batlhoka pono e le tsela ya go leka go akaretsa le go tlamela batlhokapono a gatelela fa go le mo maruding a bone go ipabalela ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo go lwantsha kanamo ya HIV. E rile a tswelela, a tlhalosa ka botlhokwa jwa go tsaya tsia dikgang tsa botsogo a rotloetsa borre bao go leka go fetisa molaetsa kwa go ba bangwe a tlatsa ka gore go dira jalo ke maikarabelo a a tlaa netefatsang gore re nna setshaba se se senang mogare wa HIV. Rre Dipheng o ne gape a tlhatlhelela borre bao ka dithuto di akaretsa learo le le babalesegileng la borre (safe male circumcision) le a rotloeditseng borre go le dira ka le fokotsa kgonagalo ya go tsenwa le go fetisa mogare, diphatsa tsa go nna le bakapelo ba bantsi, go dirisa sekausu mo go babalesegileng, dikgang tsa tsholo ya bana, ga mmogo le tsa malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelo dikobo a a kaileng fa a golela pele. Fa ba mo kgwa dikgaba borre bao ba ne ba supa fa ba amule go le gontsi go tswa mo thuto puisanong eo mme ba lebogela condom le dibuka tse di kwadilweng ka mokwalo o ba o tlhaloganyang wa brail ba bo gape ba sa tshabe go botsa le go abelana dikitso selo se se neng se ba itumedisa. E rile a tswa la gagwe, Rre Otsile Kgole yo e leng leloko la BABPS a kaya fa ba sale ba nyoretswe dithuto tse ba di amogetseng a bo a lebogela kgolagano ya Men Sector le BABPS. Rre Kgole o ne a lela ka kgethololo e a kaileng fa e dirwa ke bangwe babega dikgang a re ba ikgatholosa dikgang tse di amang banalebogole gape ba le maoto a tshupa go bega dikgang tse di amang batlhokapono le banale bo-go-le ba bangwe a ra fa gongwe ba ba baya ka fa mosing fa ba bega dikgang tse di amang bona le bogole le batho ba ba senang bogole selo se a kaileng se sa ba jese diwelang. O ne gape a gwetlha batlhoka pono le banalebogole ka kakaretso go itsaya tsia le go dirisa mananeo otlhe a ba a diretsweng go itshetsa le go ipelega ka one a re seo se ka tsholetsa seriti sa bone mo setshabeng. Rre Kgole o ne gape a rotloetsa batlhokapono lefatshe lotlhe ka bophara go tsena mokgatlho wa Botswana Association for the Blind and Partially Sighted (BABPS) ka e le one o emetseng dikeletso le dikgang tsotlhe tse di amang batlhoka pono a tlatsa ka gore mokgatlho o ga o tlhaole ka o ka tsenwa ke mongwe mongwe. E ne e rile go le pele, mothusa moeteledipele wa BABPS mo Kgatleng Rre David Ramoleele a bula thuto puisanyo eo, a kaya fa e le banalebogole ba itemogetse fa dikgang ka bontsi di tlisiwa morago kwa go bone selo se a kaileng se sa ba jese diwelang e le bangwe ba banale bogole. Le fa go ntse jalo, Rre Ramoleele o ne a gwetlha borre go tsaya letsatsi leo ka tlhwaafalo a re ba tshegeditse thuto ya letsasti leo. BOKHUTLO health 6 Ba kgaolo ya Serowe ba malala a laotswe go amogela baithuti Bontsi jwa dikole mo kgaolong ya Serowe di tla a nna le dithuto tsa mo mosong le motshegare. Se se builwe ke mogolwane wa thuto mo kgaolong potlana ya Serowe, Rre Sonny Mooketsi jaaka fa a ne a rolela bokopano jwa khansele potlana ya Serowe ka seemo sa dikole bosheng. Rre Mooketsi a re dikole dingwe, jaaka sa Ranokanyane le sa Metsimasweu, di tla a nna le dithuto tsa mo mosong fela ka mantlwana a tsone a borutelo a lekane. O ne a tlatsa ka gore sekole sengwe le sengwe se reketswe di tsaya mogote, mme di ne di rekwa jalo go lebilwe palo ya baithuti, gore go seka ga nna le tiego fa ba goroga mo sekoleng. A re matlhapelo a diatla a phatlaladitswe le sekole gore baithuti ba seka ba kgobokana golo go le gongwe. O supile fa mo nakong eno, dikole dingwe, bogolo jang tse dipotlana, di le palonyana di ise di nne le phaposi e e tla a reng moithuti a sa tsoga sentle a lete ba bongaka teng. Rre Mooketsi o ne a re ntswa dikole tsotlhe di na le di sanitisers, ba rotloetsa gore baithuti ba tlhape diatla ka metsi le molora. O ne a itsise makhanselara fa go na le dipaakanyo tse di santseng di tsweletse kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mmashoro, Patikwane le Mothamo, mme a re o tshepa gore e tla a re dikole di bulwa, tiro e bo e wetse. Rre Mooketsi a re baithuti ba tla a baakanngwa maikutlo le gone go rutuntshiwa ka go itshireletsa mo segajajeng sa COVID-19, le phetogo e e leng teng ya go nna ba ipipile melomo le dinko. O ne a kopa makhanselara go ba thusa ka megopolo, bogolo jang kwa dikoleng tse go nang le baithuti ba ba nnang teng, gore ba ka ba fa boroko jang ka go na le tlhaelo ya matlo a boroko. education 4 Dilalome ga di lebele dipudi kwa Shashemooke Borukutlhi jwa go utswiwa ga loruo kwa Shashemooke mo kgaolong-potlana ya Tonota Borwa bo tlhora banni ba koo boroko. Seo se builwe ke Kgosi Batshogile Adam wa motse oo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mokhanselara, Rre Anderson Moalosi bosheng. Kgosi Adam o tlhalositse fa loruo lo jewa ke dilalome. A re loruo lo lo amegang thata ke dipodi e bile di buelwa mo matlong a go sa nneng ope mo go one, mme go fitlhelwe matlalo a tsone fela. A re borukutlhi jo bo dirwa ke bana ba ba mo motseng eseng bape gape. O gwetlhile batsadi go kgalema bana ba bone gore ba ikgaphe mo dikgannyeng tsa borukutlhi jwa go utswa loruo ka di ka ba senyetsa isago. Fa ba latlhela la bone, banni ba boletse fa go jewa ga dipodi tsa bone go ba apesitse kobo ka letshoba ka ba ikaegile ka loruo la bone go itshetsa. Ba re dingwe tsa dipodi tsa bone di buelwa mo melapong masigo mme se se bake gore ba sa le ba sena leruo ba iphotlhere fela. Mo godimo ga moo, banni ba tsweletse ba tlhalosa fa barui bangwe ba sa tlhokomele leruo, ka le gobeya mo tseleng e e tswang mo motseng wa bone go leba toropo kgolo Francistown mme le felele le dirisa bakgweetsi dikotsi. Ba kopile gore meraka e e bapileng le tsela e e tswang mo motseng wa bone go ya Francistown e fudusidiwe ntlha e le ngwefela ko go sa tsamayeng dikoloi go hema dikotsi. E rile a akgela mo selelong sa banni mabapi le go utswiwa ga leruo, mokhanselara Moalosi a re banni ba tshwanetse go bega dikgang tsa bogodu ja leruo ko go ba molao gore dilalome di tseelwe dikgato nako e sa le teng. A re banni ga ba a tshwanela go boifa sepe kana go bipa mpa ka mabele ba re ke bana ba bone ba sa begele ba molao. O tsweletse a tlhalosa gore banni ba tshwanetse go gana go reka nama ya leruo le ba sa itseng gore le bolaetswe kae le gore ke la bo mang. O kopile banni ba ba nang le dipodi tse di ntsi go di fokotsa ka ka go di rekisetsa ba lenaneo la nyeletso lehuma go inola Batswana ba bangwe mo lehumeng gore le bone ba kgone go ruwa le bone ba tle ba rekisetse ba bangwe fela jalo. crime_law_and_justice 1 Barui kwa Nata ba lela ka bogodu jwa loruo Barui ba gomagomeditse go itseela molao mo diatleng fa puso e ka itlhokomolosa [kopo ya bone ya] go busetsa dikgosi dithata tsa go sekisa dirukutlhi tse di utswang leruo la bone. Barui ba ba ntshitse ikuelo ya bone kwa thuto-puisanong ya letsatsi le lengwefela ka Matlhatso e e neng e rulaganyeditswe balemi-barui ke mapodise a Tatitown go rotloetsa setshaba go nna le seabe mo twantshong borukutlhi. Dithuto tseo di ne di diretswe barui ba Jamataka le mafelo a a mo tikologong. Ba re go na le koketsego e e boitshegang ya bogodu jwa loruo mo dikgaolong tsa bone mme se se tlhabisang ditlhong ke gore dirukutlhi tseo di a tshwarwa mme e re morago mme e re moragonyana di boe gape di sena go letlelelwa go letela tsheko kwa ntle. Rre Dominic Masalila yo o neng a emetse barui ba Semitwe le Marapong o boletse fa go utlwisa botlhoko gore lefa dirukutlhi tseo e le bana ba bone ba ba itseweng mo metseng, makgotla a ditsheko a swabisa barui ka go golola dirukutlhi tseo. A re go lebega ekete kwa kgotleng ya ditsheko, mosekisiwa o na le ditshwanelo tse dintsi go feta mong wa leruo le le utswilweng. Rre Masalila o boletse gore basekisi ba puso gantsi ba palelwa ke ntsha mabaka go thibela gore babelaelwa ba letlelelwe go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O tsweletse a bolela gore go a ba gakgamatsa gore babelalewa ba le bangwe fela e bo e le bone ba palelwang ke go diragatsa ditumalano tsa go letela tsheko kwa ntle. A re lefa ba letleletswe go letela tsheko kwa ntle, babelaelwa bao ba bogodu jwa loruo ba boa ba dira molato o mongwe o o tshwanang le o ba o lebisitsweng. A re seo e tshwanetse ya nna tsiboso mo mo basekising le puso go tla ka maano a a botoka go itebaganaya le tlolo molao e e ntseng jaana pele ga barui ba ka itseela molao mo diatleng tsa bone. O ikuetse mo pusong gore ke nako ya gore dikgosi di neelwe dithata tsa go sekisa dirukutlhi tsa go nna jaana tse di sa robatseng barui. A re bosupi bongwe gantsi bo na legotshololwa ntateng ya bosenakitso jwa babueledi ka tse di amanang le thuo. E re fa go ntse jalomookamedi wa mapodise kwa bokone, Senior assistant Commissioner Mme Diana Marathe o ne a rotloetsa balemi-barui go tswelela ba tlhanatsha bogodu jwa loruo le gore ba tlhame makgotla go lwantsha ditlhopha tsa dirukutlhi. A re gantsi mapodisi gantsi a lebagana le dikgwetlho mo ditlhotlhomisong tsa one ka gore batho ba palelwa ke go loma mapodise tsebe le fa ba na le kitso ka borukutlhi. O boletse gore fa go sena tirisano le setshaba, ditlhotlhomiso tsa mapodise ga di kake tsa ya gope. Mme Marathe o boletse gore mapodise ga a kake a kgona go leboga mongwe le mongwe ka madi, mme go botlhokwa go thusanaya le mapodise go ba loma tsebe ka se ba se itseng mo go ka dirang gore dirukutlhi di tshwarwe. Mabapi le gore dikgosi di neelwe dithata, go seka ditsheko tse di ntseng jaana, o ne a re go mo magetleng abone e le balemi-barui go isa kgang ya go nna jalo kwa mapalamenteng a bone ka e le bone ba nang le dithata tsa go dira melao ba sena go buisanya le batho ba bone. A re lefa dikgang tsa bogodu jwa leruodi ntse di le kwa godimo fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse pedi tse di fetileng, dipalo di wetse tlase ka gore dikgotla tshekelo di seka ka bonatla jo bogolo lefa go na le tlhaelo ya bommakaseterata ba ba sekang ditsheko tsa bogodu jwa loruo. crime_law_and_justice 1 Lenaneo le emisitswe ka mabaka Tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Rre Ngaka Ngaka a re lenaneo la dithuso tsa bomme le emisitswe ka mabaka a a farologanyeng jaaka go tlhoka go dirisa madi sentle ga ba ba thusotsweng le tlhaelo ya one. O boleletse banni ba Maun jalo mo phuthegong ya kgotla fa a ba lekodisa ka ditirelo tsa lephata la gagwe bosheng. A re ba itemogetse fa bomme bangwe ba ne ba kopa madi a dithuso sentle mme morago ba a dirisetsa ditiro tse di sa a lebaganang. O boletse fa puso e ne e dira lenaneo leo gore bomme ba intshe mo lehumeng la nta e tshetlha mme a kaya fa bangwe ba ne ba simolola go reka dikoloi, go nyala le go dira ditiro ka go farologana tse di sa amaneng gotlhelele le tiriso ya madi ao. Rre Ngaka o tlhalositse fa e rile go bona seo ba kopana mme ba tswa ka mogopolo wa go re ba emise dithuso ka maikaelelo a go sekaseka ditsetlana dingwe. A re ba ne ba itemogela gape fa ba tlhaelelwa ke bodiredi go sala morago ba ba tsereng dithuso. Tona o tlhalositse fa jaanong ba tsile go tlhabolola lenaneo leo gore le kgone go ntsha maduo. A re ditshekatsheko di tlaa wela mo nakong e e sa fediseng pelo. Rre Ngaka o ne a bua thata ka kgokgontsho ya bong. A re go a tshwenya ka jaana dipalo di golela pele le nstwa puso e dira maiteko go e lwantsha. A re kgokgontsho ke selo se se botlhoko, ka jalo a kopa morafe go ema kgatlhanong le dikgang tsa kgokgontsho ka jaana di ka baka malwetse a tshwana le madi a matona le go huduega maikutlo. O tlhalositse gore fa kgokgontsho e tsene mo lwapeng e a jwelelela e bo e tsenye le malwetse a a sa foleng. A re kgokgontsho e ama thata bomme le bana ba basetsana mme a re borre ba amega thata mo dikgannyeng tseo e le bone badira molato. Rre Ngaka a re nako e tsile ya gore batsadi ba iphe nako ya go bua le bana ka maikaelelo a go fokotsa kgokgontsho e e ileng magoletsa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Maun Bophiriman, Rre Juwert Molapisi o ne a kopa botsadi go ya go tsaya dikarata tsa bone tsa Omang kwa ofising a re dikarata tseo di dintsintsi. Moemedi go tswa kwa ofising ya ga mopalamente wa Maun bophirima, Rre Ogaufi Monamodi o ne a lebogela mafoko a ga tona. A re o file morafe thuto e e maleba. O bile a re dikgang tsa kgogkontsho di a tshwenya. A re batsadi bangwe ba santse ba bipa mpa ka mabele go na le go bega dikgang tsa kgokgontsho kwa go tshwanetseng teng. politics 7 Go lemoga dinatla go botlhokwa Mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Kanye (KAA) Rre Thamiso Chabalala o kgothaditse bahiri go lemoga botlhokwa jwa go akgola badiri fa ba dirile sentle ka seo se ka ba rotloetsa go ntsha maduo. Fa a ne a bua kwa moletlong wa go abela badiri ba kgaolo-potlana ya Moshupa dietsele tsa go dira ka natla le ka bonokopila ka Labobedi, Rre Chabalala o ne a re le ba ba sa tsayang dietsele ba tshwanetse go kgothadiwa gore ba bereke ka natla mo isagong. Fa a ikamanya le setlhogo sa letsatsi leo se se reng; Re Fitlhelela kwa Ntsu e Fofelang Teng - Aiming Where the Eagle Soars, Rre Chabalala yo gape e leng mokhaselara wa Mafhikana a re dipatlisiso di supa gore ntsu ke nonyane e e sekeng e tsofala ka gore fa e tsofala e ntsha diphuka tse dikgologolo mme e tlhoge tse disha. Rre Chabalala o ne a gwetlha badiri gore le bone ba tshwane le ntsu gore fa ba utlwa ba lapa ba intshafatse mo tirong ya bone. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Moshupa Rre Sebonego Mosinyi o ne a supa gore tsholofelo ke gore ba ba sa dirang sentle ba tlaa meletsa ba ba tsayang dimpho le dietsele mathe mme go ba gwetlhe go ititaya ka thupana gore mo nakong e e tlang e bo e le bone ba galalediwang. E re go ntse jalo, mongwe wa baatlhodi Mme Kegomoditswe Lesole a re dingwe tsa dintlha tse ba neng ba di lebeletse gore ba bone yo o ntshang tlhogo di ne di akaretsa gore; motho o tshwanetse gore a bo a kanokilwe mo go direng ka natla le ka bonokopila mo setlheng sengwe le sengwe sa ngwaga jaaka di le nne. A re le fa go ntse jalo ba ne ba itemogela fa ba bangwe ba tlhatlhobilwe mo dikonterakeng tse tharo fela, mme go beye motho wa go nna jalo ka fa mosing,. Mme Lesole o tlhalositse gore ba ne ba lebelela gore a matshwao a dikanoki (Performance Development Plan)- PDP di na le dikakgelo go tswa mo moeteledipeleng, le gore a go na le dipampiri tse di patileng matshwao, a tlatsa ka go re ka maswabi bangwe ba ne ba se na dipampiri tsa mofuta o. Mme Lesole yo gape e leng motlhatlhelela dithuto kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla kwa Moshupa o gakolotse gore badiri mo ditirong ba bonwa ke mongwe le mongwe letsasti le letsatsi, le ka fa ba berekang ka teng, ka jalo matshwao a modiri a tshwanetse a tsamaelana le ditlamelo tse a di fang batho mo tirong, e seng gore matshwao a ye kwa godimo mme ene a sa ntshe maduo, kana e seng gore matshwao a ye kwa tlase mme ene a afa dithusoo ka fa tshwanelong. Ka jalo, Mme Lesole o gakolotse baeteledipele go lebelela gore a sengwe le sengwe se se tlhokafalang se teng pele ga ba ka romela maina le masupi gore modiri a ye go tlhophiwa go phadisana le babangwe. Dingwe tsa dimpho le ditlankana di ne di fiwa badiri ba tshwana le modiri yo o itseng tiro, modiri yo o bolokang nako ya tiro, modiri yo o thusang badiri ka botswapelo, modiri yo o dirileng lobaka lo loleele mo tirong a na le boitshwaro, magareng ga tse dingwe. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa Rre Sonny Phiri a re o lebogetse ba ba tsereng dimpho a bo a rotloetsa le ba ba sa bonang sepe go ititaya ka thuphana. society 9 Ba Mbalambi ba itumelela maiteko a puso Banni ba motse wa Mbalambi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba iteetse puso legofi go bo e tsweletse ka go dira maiteko a go fetola matshelo a bone le mororo lefatshe leno le ise le inoge mo manokonokong a kwelotlase ya itsholelo. Malebo ao, a ntshitswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Samson Dubani kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Mothusa Tona wa Lephata la tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse bosheng. Rre Dubani o gwetlhile botlhe ba ba amogetseng dithuso tse di farologaneng tsa mananeo a puso go di tsaya ka tlhwaafalo, e le tsela ya go supa tebogo. O tlhalositse fa ba namediwa ke mananeo a puso ka go farologana, a re go supega gore fa itsholelo ya lefatshe leno e ne e sa wela kwa tlase mo dingwageng tse di sa tswang go feta, puso e ka bo e dirile go le gontsi go tokafatsa matshelo a Batswana. Le fa go ntse falo, o nankotse dikgwetlho di le mmalwa tse a supileng fa ba eletsa gore di tsibogelwe. Nngwe e ne ya nna seemo se se sa jeseng di welang sa tsela ya lekgwarapana e e golaganyang metse ya Kalakamati le Zwenshambwe, e ralala metse ya Sekakangwe, Mbalambi, Gambule le Gungwe.O kopile gape gore ba okelediwe matlo a boroko jwa badirelapuso mo motseng wa bone. Rre Dubani o supile ngongora gape ka tlhaelo ya dikoloi tse di rwalang balwetse, a supa fa koloi e e thusang motse wa bone, ba e amogana le metse e mengwe e le mene. Fa a akgela, Rre Seretse o tlhalositse fa puso e ikemiseditse go thusa ba ba kobo dikhutshwane mo setshabeng, a re ke ka moo go neng ga simolodisiwa mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma. Rre Seretse a re, le fa batho bangwe ba kgala mananeo a mothale o, ba re ga a na mosola, ke megolokwane le leshalaba fela mo go ba ba amogetseng dithuso tsa one. Mothusa-tona o akgoletse khansele ya Bokone Botlhaba botlhaga jwa yone mo go beeng leitlho mananeo a tokafatso matshelo a batho, a re go bo a dira sentle mo kgaolong, ke sesupo sa ka fa khansele e a tsayang ka tlhwaafalo ka teng. Rre Never Mogapi, monni wa motse wa Sekakangwe, ene o ne a lela ka go tsamaya sekgala se seleele ga baithuti ba motse wa Mbalambi ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Maenjani kwa motseng wa Sekakangwe. A re banni ba kile ba kopa gore go agwe matlo a boroko a baithuti kwa sekolong seo go dirisiwa bogolo ke baithuti ba basetsanyana go ba ntsha mo diphatseng tsa go ka tlhaselwa ke dilalome mo sekgweng se se fa gare ga motse wa Mbalambi le wa Sekakangwe, selo se a supileng le jaana se ise se dirwe. A re go tshwanetse ga lemogwa gore fa metse e ntse e gola, ditiro tsa borukutlhi le tsone di a gola, mme ka jalo go botlhokwa gore go dirwe tsotlhe tse di ka kgonwang go dibela matshelo a batho. Rre Molaodi Matshana wa motse wa Mbalambi, ene o ne a bolela fa banana bangwe ba retelelwa ke go tlatsa dipampiri tsa ikopelo dithuso tsa lenaneo la banana ka ba sa tlhaloganye ka botlalo puo ya Sekgoa e e dirisitsweng mo go tsone. O kopile gore seemo se, se elwe tlhoko e seka ya re kgabagare banana ba iphitlhela ba sa boelwa ke sepe mo lenaneong le le neng le ka fetola matshelo a bone. Fa a arabela kgang ya tlhaelo ya matlo a boroko a badirela-puso, molaodi wa kgaolo Rre Rapetse Mathumo o kaile fa seemo se, se aname le lefatshe leno lotlhe, mme le fa go ntse jalo puso e tsweletse ka maiteko a go tlhomamisa gore se a fetoga. A re mo dikgweding tsa bosheng kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya abelwa madi go aga matlo a boroko jwa badirelapuso a robabobedi, a tlhalosa fa bogogi jwa kgaolo bo ne jwa tsaya tshwetso ya gore matlo ao a agwe kwa motseng wa Tati Siding kwa le gone go nang le letlhoko le le maswe. Bokhutlo politics 7 Ba tsweletse ka go dirisa mabitla a magologolo Makhanselera a kgaolo ya Borwa a lela ka banni bangwe ba Kanye ba tsweletseng ka go dirisa mabitla a magologolo a a setseng a tletse. Makhaselara a buile jalo fa a kgwa dikgaba modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso, dikgaba kwa bokopanong jwa khansele bosheng. Mokhanselara wa Kgosing, Rre Mosekisi Ranngobana, a re batho ga ba fitlhe kwa mabitleng a masha ka gore go matlapa. A re fa se sa tsibogelwe, setshaba se tlaa tswelela ka go dirisa mabitla a magologolo. Rre Seametso o ne a supa fa ka nnete lefelo leo le sa siamela go nna la mabitla ka le le matlapa. Le fa go ntse jalo, a re o setse a kile a lebisa lekgotla la kabo ditsha le ba tshekatsheko ya lefatshe kgang eo, le gore ba tseye lefelo leo, mme ba bo ba ba batlela le sele. Mo go tse dingwe, Mokhanselara wa Mabule/Sekhutlane, Rre Moses Semang, a re mantlwana a boitiketso a sekolo se sebotlana sa Mabule a onetse ebile a a wela, seemo se a reng se diphatsa mo botsogong jwa bana. Mokhanselara wa Segwagwa, Rre Mogorosi Naolakgosi, ene o ne a supa fa palo ya bana ba sekolo se sebotlana sa Segwagwa e fetile palo ya matlwana a boitiketso a sone. Rre Seametso o ne a gakolola makhanselera go botsa khansele gore ya reng ka seemo sa mantlwana a boitiketso a mafuti a a mo dikolong tse dipotlana ka a sa siamela bana le botsogo jwa bone. Mokhaselara wa Good Hope, Rre Ogopotse Modibedi, a re le ntswa sekolo se sebotlana sa Good Hope se ne sa direlwa ntlwana ya thuto ya ba-na-le bogole, ga gona ditsompelo tse di lebaneng go ba rutuntsha. E re go ntse jalo, Rre Modibedi o ne a leboga lephata la thuto go tswa kwa moding go bo le epile didiba kwa sekolong se segolwane sa Good Hope tse di se nosang. Fa a latlhela la gagwe, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ketlhogile Keipele, o boletse fa batho ba ba agang ka lenaneo la SHAA la Turn Key ba tsaya lobaka go duela, mme seo se dire melala. Mme le fa go ntse jalo, o ne a supa gore batho ba bangwe ba ne ba tla ba ipobola gore ka ga ba kgone go duela, khansele e tseye matlo a bone e a hirise gore e kgone go tsaya madi a yone. Le fa go ntse jalo, Rre Keipeile a re khansele e ne ya supa fa e sa kake ya agela motho ntlo ka lebaka la gore ga a na boroko, mme morage e e tseye. Mookamedi wa ditogamaano tsa kgaolo ya Borwa, Rre Tlhabologo Balesamang, o ne a supa gore fa khansele e sena go agela motho ntlo, e neela mong wa yone, mme go tswa mo go mong wa yone gore o batla go e dirisa jang. Rre Balesamang o ne a tlhalosa gore fa motho a batla go hirisetsa khansele go na le ditshetlana tse ba di lebelelang. society 9 Ba lebogela puso go fokotsa ditlhwatlhwa Puso e lebogetswe go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dijo tsa dikgomo ka nako ya leuba. Seo se supile ke barui ba meraka ya Polokabatho mo kgaolong ya Kgatleng fa ba le mo thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la Agribusiness bosheng. Motshwarelela modulasetilo wa Polokabatho Syndicate, Rre Stephen Tau a re ba gatetse pele mo merakeng ya bone ka ntlha ya lenaneo la LIMID, ka ba nosa motlhofo mo masakeng. Le fa go ntse jalo, o supile matshwenyego ka go tlhoka go kentelwa dikgomo a tlhalosa fa mo dingwageng tse di fetileng puso e ne ya ba kentela dikgomo mme mo nakong eno go ise go diragale, jalo a kopa ba ba lebaneng go sekaseka ntlha e. Rre Tau o tsweletse a re o tshwenngwa ke matlhabelo a a mo kgaolong ya bone, a kaya fa baruakgomo ba tsiediwa ka dikgomo tsa bone di rekiwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O boletse fa se, se bakiwa ke gore BMC ga e sa tlhole e reka dikgomo tsa bone jaaka pele. O tsweletse a re leruo la bone mo kgaolong eo le gola fela sentle le fa go le leuba mme sebe sa phiri ke go tlhoka phulo, mo go dirang gore ba palelwe le ke go rua dipudi. Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la Agribusiness, Rre Boweditswe Masilo o kopile baruakgomo go ema ka dinao go tlhokomela leruo, a tlhalosa fa thuo ya dikgomo mo lefatsheng leno e le yone konokono, mme fa e ka wela tlase, lefatshe leno le tla a bo le le mo mathateng. O tsweletse a re tiro ya bone ke go bona gore barui ba rekisa dikgomo tsa bone kae le gone go ba batlela ditlhwatlhwa tse di botoka. Rre Masilo o rotloeditse barui go ikopanya le ba ofisi ya gagwe ka ba na le boitseanape jwa go ba thusa mo go tsamaiseng ditlhopha tsa bone e bile ba eletsa go bona dikgwebo tsa bone di tsamaya sentle. BOKHUTLO society 9 Kereke e agela mogodi ntlwana Mogodi wa kgotlana ya Boseja, Rre Basinyi Pompong wa dingwaga tse di 96 o ne a tleketse ka boitumelo morago ga gore abelwa ntlwana ya boitiketso ke maloko mangwe a kereke ya Roma. Rre Pompong o ne a thaela le gone go ka fetisa mafoko a malebo. Ke mogodi yo a sa kgoneng go tsamaya mme o mo tlhokomelong ya khansele le bana ba gagwe ba basetsana ba le babedi. Maloko oa a tswa mo mafelong otlhe a a mo bokone jwa lefatshe leno mme a tlwaelesegileng go bitswa kopano ya Sacred Heart Sodality a ne a kokoane mo Maun go tsena kopano ya bone ya ngwaga. Fa a bua kwa kabong seemuso ya ntlwana eo, moeteledipele wa kopano Rre Robson Phumaphi a tlhalosa fa ba itebagantse thata le go thusa batlhoki, bana ba dikhutsana le bagodi. A re maikaelelo magolo a bone ke go hapa dipelo tse di botlhoko ka go supa lerato le bopelotlhomogi. A re ba ne ba ngomoga pelo go bona monnamogolo a sena ntlwana ya boiteketso mme ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso. A re ba ne ba ikanapa mme ba felela ba mo agela ntlwana eo ya boitiketso. Bogogi jwa kgotla ya Boseja bo ne bo tsene tiro eo mme bo ne jwa akgola ba kereke ya Roma go bo e tsibogetse mokgosi wa ga Tautona wa go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Kgosi, Kegaisamang Ramokwena wa Boseja a re maloko a kopano a supile mautlwelo botlhoko mo motsading wa bone ka ba lemoga fa a sa ineye sepe. A re go a itumedisa go bona dikereke le tsone di tsenya letsogo mo go direleng setshaba a re ba supile yone pelo e e boitshepo. O tsweletse a re e re ka kopano ya bone e itebagantse le go dira ditiro tsa bopelotlhomogi, ba kaile fa mokeresete a bonwa ka ditiro tse dintle. Kgosi Ramokwena a re ba setse motlhala wa moporefiti yo mmotlana mo Baebeleng ebong Malaki wa go supa lorato le go kgathala ka ba bangwe. O gwetlhile maloko ao go ngaparela mowa wa tumelo le gone go o jwala a re Modimo o tlaa ba neela tuelo e kgolo ka jaana ditiro tsa bone di bonala. A re dikereke tse dingwe di na le mekgatlho mme e tlhaela go direla setshaba mme lefoko la Modimo la re tumelo e e senang ditiro ke moka e suleng. Kgosi a re ba tswelelele ka mowa wa pelotlhomogi a re o solofela fa ba bangwe ba tsaya malebela. O ne a kgothatsa borre le bone go tsena mo mekgatlhong gore seabe sa bone se bonale a re go le gantsi bomme ke bone ba dipalo di kwa godimo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Boseja Rre John Keesi o ne a leboga maloko a kopano a re ba dirile tiro e ntle mo kagolong ya gagwe. A re ga ba a ipona tsapa gore e re Tautona a kua mokgosi a re bonang ba ba mo letlhokong ba seka ba iteba ba le bosi. Rre Keesi a re ba itiretse leina ka jaana mang le mang a bona motlhala wa bone. Fa a ntsha mafoko a malebo, mokhanselara wa kgaolo Rre Keebonye Mphoyamodimo o ne le ene a galaletsa maloko ao go bo ba tsile monnamogolo matshediso. A re e le ruri ba utlwile mokgosi wa ga Tatutona mme a ba kgothatsa go tshawara fela jalo. A re ba tswelele ba lebe lefatshe ka bophara, ba thuse fa ba kgonang teng a tlatsa ka gore tuelo ya bone e kwa legodimong. health 6 Chithawa Gardens e eme le banana E re ka letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe kobo ka letshoba, segolo jang banana, bontsi jwa banana mo metseng selegae ba itshetsa ka metshameko e tshwana le wa kgwele ya dinao. E ne ya re ngogola, madirelo a Chithawa Gardens kwa Ramokgwebana a itlama go tsenya letsogo go ema banana ba Ramokgwebana ga mmogo le ba Jackalas No1 nokeng ka go ba rotloetsa ka P37 000 mo metshamekong ya kgwele ya dinao e e tshwarwang fa ngwaga o ya fifing. Metshameko e, e tsaya malatsi a le matlhano mme e akaretsa dikgaisanyo ya ditlhopha tse some. Mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, mookamela madirelo a Chithawa Gardens, Mme Mpho Mutshekwane o tlhalositse fa ba itemogetse fa motshameko wa kgwele ya dinao o ratega e bile o thusa banana ka bontsi bo amilwe ke letlhoko la ditiro, e bile o thusa le gone go ba ntsha bodutu ga mmogo le go ba ntsha mo mebileng. A re ba ne ba itlama go rotloetsa metshameko eo ka dipoelo tsa kgwebo ga mmogo le madi a ba a dirang mo go tsa itloso bodutu kwa madirelong a Chithawa Gardens. Mme Mutshekwane o tlhalositse fa moono wa bone ba o simolotse ka 2016 mme ba itlamile go rotloetsa dingwaga di le tharo, wa 2018 e le one wa bofelo. Ntle le madi Mme Mutshekwane o tlhalositse gape fa ba tlhokomela metshameko go bona gore a sengwe le sengwe se tsamaya sentle, ga mmogo le go bona gore a lebala le mo seemong se se itumedisang. A re ba itlamile gape go bona gore ba direla motse wa ga gabo se se molemo kgwedi le kgwedi jaaka go sela matlakala, go thusa batlhoki, bagolo le tse dingwe. Mme Mutshekwane a re jaaka e le mongwe wa bagwebi ba popota mo kgaolong, o ikaeletse gape go fetola matshelo a banana, segolo jang mo go tsa kgwebo ka a na le lesedi le lorato mo kgwebong. A re o ikgolagantse le mongwe wa banana e bile e le mongwe wa balemi ba tlhwatlhwa mo kgaolong ya Bokone Botlhaba yo o thusitsweng ke lekalana la banana, Rre Deboyson Mathe go bona gore ba dira diphuthego mo motseng wa Ramokgwebana le e e mabapi go amogana le banana maele a go tsamaisa dikgwebo. Go ya ka Mme Mutshekwane, toro ya gagwe ke go bona banana ba ikemetse ka dinao go hema letlhoko la ditiro. A re le ntswa a na le dikeletso tsa go godisa madirelo a gagwe ka methale e e farologanyeng, o batla go bona banana le bone ba tsamaya mo dikgatong tsa gagwe, ba nne le dikeletso le tebelopele go tsena mo mererong ya tsa kgwebo. O tsweletse ka go re ene le Rre Mathe ba ikaelela go tsamaya le dikgotla ga mmogo le dikole ba jala mowa wa bogwebi go thusa le go tsholetsa itsholelo ya lefatshe. Mme Mutshekwane a re o godisitswe ke kgwebo, motsadi wa gagwe e ne e le motho yo o neng a rata go ikemela ka dinao go bona gore bana ga ba wele mo isong, ka jalo le ene a tseeletsa lorato loo go bona gore o itirela khumo jang mme a supa fa e le motho yo o ratang go nonotsha ba bangwe go ba thusa go hema mmaba tlala. A re le kwa madirelong a gagwe, a a itsegeng thata ka tsa boroko le thekiso ya nnotagi o ntse o eme banana nokeng ka a dirisana le banana ba baletsi ba tshwana le Rre Katlego Mguni yo o itsegeng thata ka leina la DJ Skhetto le Rre Lentle Ditsebe (DJ Lenty). O tlhalositse fa a rata tiro e ba e dirang mme e bile a ikaeletse go ba thusa go gola le go ba nonotsha. Mme Mutshekwane a re ba ya go bereka mmogo le DJ Skhetto go bona gore ba ka fetola jang matshelo a banana, a tlatsa ka go re o itemogetse fa DJ Skhetto e le mongwe wa banana ba ba tlhoafetseng e bile a na le lorato mo tirong ya gagwe. “Ke ya go bereka le Rre Katlego Mguni, re bone gore re dira madi jang gore re tle re dire ditiro tsa bopelotlhomogi mo kgaolong, mme e bile le ene ke eletsa gore ba bangwe ba ka lemoga bokgoni jwa gagwe ba mo rotloetsa go nna DJ wa tlhwatlhwa yo o itsegeng lefatshe ka bophara,” a tlatsa. A re bontsi jwa banana ba na le dikitso tse di farologanyeng, bangwe ba iphitlhile ba tlhoka thotloetso gore ba kgone go tswela mo pepeneneng, ka jalo go tlhoka fela gore setshaba se ba nonotshe gore ba kgone ditoro tsa bone. BOPA economy_business_and_finance 3 Batswana ba tshwanetse go leboga Modimo - Seretse Mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato, Kgosi Serogola Seretse, a re ntswa Botswana a ipelela masome a matlhano a ntse a ipusa, Batswana ba tshwanetse go lemoga gore kagiso ga e tle fela. Kgosi Seretse o buile se fa a ne a amogela lekgotla la baruti kwa Serowe le barapedi ba ba neng ba tshwere thapelo kwa kgotleng kgolo ya Ga-mmmangwato ka Matlhatso.Thapelo e, e ne e le ya go leboga Modimo ka dingwaga tse masome a matlhano Botswana a ntse a ipusa ka kagiso. Kgosi Seretse a re le ntswa lefatshe le, le tswa kgakala le akola kagiso le thokgamo, se ga se reye gore Batswana ba ipone ba le botoka mme ba lemoge fa ba le lesego.Kgosi o ne a re mafatshe a mangwe le a a bapileng le la Botswana a fetile ka diemo tse di farologanyeng jaaka dintwa, selo se Botswana a iseng a fete ka sone. Mothusa moeteledipele wa lekgotla barapedi, Rre Julius Matleelana, a re lekgotla la bone le akaretsa badumedi go tswa mo dikerekeng ka go farologana.A re ngwaga o, ke wa lethamo, ke ka seo ba boneng go tshwanela go etela dikgaolo tsotlhe tsa Botswana go amogana le Batswana ba bangwe lefoko la Modimo. A re ngwang o, ke ngwaga o o botlhokwa thata. Moruti Moshe Morebodi ene o ne a re ngwaga o ke wa gore lefatshe le itshekatsheke gore le ya kae e bile le ya go dira eng mo ngwageng tse di masome a matlhano tse di tlang. Moruti Morebodi a re go tlhokafala gore go lejwe se lefatsheng le se fitlheletseng.A re le ntswa tsamaiso ya Botswana e ne e le e e kgatlhisang, jaaka botlhale jwa babusi ba maloba, ba ba neng ba kgona go dirisa ditswammung go tlhabolola matshelo a Batswana, go ka ithutiwa mo tsamaisong eo. Moruti o ne a re fa tlotlo, thompho le poifo Modimo di ka tshegediwa, se se ka kganela masula a a aparetseng lefatshe ka bophara.O ne a gatelela a re motheo o botlhokwa fa lefatshe leno le bata go nna setshaba sa thwathwa e bile se na le bokao, selo se a reng se bata go baakangwa diemo tse di duleng mo tseleng. religion_and_belief 8 Mo-na-le bogole o itshetsa ka lenaneo Puso e tsweletse ka go dira maiteko a gore ba-na-le bogole ba se salele kwa morago go ka itirela sengwe sa itshetso gore le bone ba kgone go oba letsogo ntle le go ikaega thata ka batho ba bangwe. Mo-na-le bogole wa monana, Rre Kgomotso Sewagodimo wa Francistown o boletse fa le ene a sa salela kwa morago ka a ne a ikopanya le ofisi ya boipelego go ikopela lenaneo la go dira kgwebo ya go adimisa tante, ditilo le ditafole. Rre Sewagodimo a re o simolotse kgwebo eo ngwaga o o fetileng ka Lwetse, mme e sale nako eo, o bona pharologanyo ka botshelo jwa gagwe ka gonne o bona dipoelo tse di nametsang fela thata.A re se se kgatlhisang ka kgwebo e ke gore e a itsamaisa, ene o emela fela mogala go lela go utlwa gore dithoto tsa gagwe di tlhokega kae. O boletse fa ba ba di adimang ba tla go di itseela ka jalo go mo tlhofofaletsa tiro ka ga a tshwenyege ka koloi ya go di rwala. Rre Sewagodimo a re fa kgwedi e fedile gone go nna pharakano kwa ga gagwe ka mongwe le mongwe a le mo patlong ya dithoto tse. O tlhalositse gore go le gantsi, di adimiwa ke batho ba na le mediro e akaretsa manyalo, meletelo ya dikereke le dintsho. A re o ikiteile sehuba gore ga go sepe se se tlaa mo kgobang marapo mo kgwebong ya gagwe ka o amogetse seemo sa gagwe sa gore o pharologanyo le batho ba bangwe. O boletse fa gape a dirile seo go nna segakolodi se se mo tiisang moko go dira ka thata gore le ene a supe bokgoni jwa gagwe. Rre Sewagodimo a re sengwe gape se se mo tiisang moko ke dikgakololo tse a di fiwang ke ba ofisi ya boipelego. A re ba mo etela gangwe le gape go lekola gore kgwebo le gone go mo fa maele a go e atolosa. Sengwe se se kgatlhisang ka ene, ke go bona a sa ikaega fela ka kgwebo e mme gape a e patile ka tse dingwe. Rre Sewagodimo a re le fa a amogela thuso go tswa mo go ba lelwapa la gagwe, le ene o bone go mo tlama go ikemela go supa bokgoni jwa gagwe gore a dire dikeletso tsa gagwe tse di tlaa mo sologelang mosola mo isagong. O gakolotse ba-na-le bogole ba bangwe go itsheka tsheka mme a ba rotloetsa gore ba seka ba nna ka mowa wa boitlhobogo gonne a re go nna mo-na-le bogole ga se phelelo ya botshelo. A re ba tshwanetse go itse fa ba na le bokgoni jwa go ka dira ditiro tse di ka tlhabololang matshelo a bone e bile tsa sologela Batswana ba bangwe molemo.BOKHUTLO politics 7 Ba Sefhare/Ramokgonami ba beile tema Phetogo nngwe le nngwe e e tlang e na le go etsaetsisa batho mme seo se dire gore go nne boketenyana gore ba e amogele ka ba a bo ba tlwaetse ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng. Selo se, se ne sa itshupa ka thulaganyo ya go lema ka ditselana e e neng ya re e simolodisiwa, bontsi jwa balemi ba rata go nna maoto a tshupa go ka ikamanya le yone. Ka thulaganyo e, e e ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD, maikaelelo a puso ke go godisa temo, le go thusa go tokafatsa bokete le boleng jwa thobo. E ne yare fa puso e sena go rotloetsa temo ya ditselana, balemi ba simolola go goga maoto go fetola ka fa ba ntseng ba lema ka teng mme pheletsong bontsi jwa felela bo tlwaela mohuta o wa go lema. Go ya ka molemisi wa Sefhare/Ramokgonami, ditema tsotlhe tsa kgaolo eo, di 27 000. Balemi ba Sefhare/Ramokgonami kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ke bangwe ba ba neng ba nyafala go amogela thulaganyo ya go lema ka ditselana. Mo go bone, dikgoreletsi di ne di bonala di le dintsi go gaisa tse di molemo tse lenaneo la ISPAAD le ka di ba ungwela. Letlhoko la digogi jaaka diterekere, dipolantere, le tse dingwe tse di tlhokwang mo temong ya ditselana di ne di ba kgoba marapo, e bile di ba tsenya dipelaelo tsa gore thulaganyo eo, e tlaa phutlhamisa temo. Le fa go ntse jalo, balemisi ba ne ba dira ka natla go pepetletsa balemi, le go ba sokolola gore ba lemoge fa lenaneo leo le ka nowa moro. Mo potsolotsong, Mme Bagwasi o supile fa temo e tsweletse sentle mo kgaolong eo e bile balemi ba setse jaanong ba amogetse mokgwa wa go lema ka ditselana. Sebe sa phiri, o kaile fa e le dipula tse di boutsana ka go tlhatlologana ga dingwaga. A re fa e ne e se go ikaega ka temo ya komelelo, lefatshe leno le ne le tlaa roba maduo a mantle mo temong ya ditselana. Tebang le seemo sa temo mo pakeng eno, Mme Bagwasi o na le tsholofelo ya gore balemi ba kgaolo ba tlaa lema palo e e nametsang ya ditema ka jaana dipula di etla di kgabola. Mme Bagwasi a re ka balemi ba kgaolo ba na le lerato mo temong, o na le tsholofelo gore monongwaga, molelo wa mariga ba tlaa dika ba o orile. Mo dipalong tsa balemi go ya ka bong, o boletse fa bomme ba phala borre ka dipalo. O supile fa banana le bone ba simolotse go ititaya ka thupana ka dipalo tsa ba ba ikamanyang le temo di tsweletse ka go tlhatloga. Se, a re se tsisa tsholofelo ya gore balemi ba kgaolo e ba tlaa atamela go ka fitlha kwa ditemeng tse 27 000 tse di fitlhelwang mo kgaolwaneng ya selemisi ya Sefhare/Ramokgonami. Mme Bagwasi a re balemi bangwe ba kgaolo ba ikaegile ka go lema ka ditonki go itsa go siiwa ke bokgola. A re go nna le didirisiwa tse e leng tsa bone le gone go ka ba thusa go itirela madi ka ISPAAD, mme seo le sone se ba thuse go tokafatsa seemo sa itsholelo ya malwapa a bone. politics 7 Seabe sa batsadi, barutabana se botlhokwa Batsadi le barutabana ba gwetlhilwe go nna seopo sengwe kgatlhanong le tiriso ya nnotagi le diritibatsi ga bana ka di na le ditlamorago tse di garolang pelo mo matshelong a bone. Fa a bua mo potsolotsong le O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tse batsadi ba lebaganeng le yone e le tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ke banana. A re batsadi, dikole le makgotla a mangwe ba dira go le gontsi go thibela tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo bananeng ka go bua le bone. Rre Lesedi a re le fa go ntse jalo, go bua go le nosi ga go a lekana mme bana ba tlhokana le botsipa kgotsa bokgoni le kgothatso ya go tsaya ditshwetso tse di siameng. O boletse fa tiriso ya ditagi kgotsa bojalwa phetelela e na le ditlamorago tse di tshwenyang jaaka boimana, go sa dire sentle kwa sekoleng, go lwala tlhaloganyo, go ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo. A re dilo tse, di rwesa batsadi mokgweleo ka e le bone ba ba tlhokomelang bana fa go tlhagoga mathata. Rre Lesedi o tlhagisitse fa ba na le boikarabelo jwa go ema bana nokeng gore ba fetse dithuto sentle le go netefatsa gore ba itekanetse e bile ba ikgapha mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi. A re go botlhokwa gore batsadi ba itse se ba ka se dirang go thibela mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko diphetogo tse di supang tiriso ya bojalwa le diritibatsi jaaka go fetoga ga tshoganyetso ga boitsholo, kwelo tlase ya maduo mo dithutong le gone go sa tsena sekole sentle, go itebala le go eta mogopolo, bosilo le go tenega ka pele, go utswa madi le dilo tse dingwe mo lwapeng jalojalo. O gakolotse gore fa motsadi a setse a lemogile gore ngwana o dirisa ditagi, a bue le ene ka nako e a wetseng dibete le ngwana a se mo sediding sa bojalwa kana diritibatsi. A re a itsese ngwana ka ga dipelaelo tsa gagwe mme a mo lemotshe gore o tshwenyegile. A re fa ngwana a rurifatsa dipelaelo tsa motsadi ka go dumalana gore o a nwa, motsadi a bue le ene sentle a sa omane gore batle ba kgone go rarabolola mathata kwa ntleng ga go kgopisana. A re motsadi o tshwanetse go batlisisa gore ngwana o ikutlwa jang le gore ke eng se se mo dirileng gore a simolole tiriso ya bojalwa kgotsa diritibatsi. Rre Lesedi yo e bileng e le moruti wa kereke ya Kgalalelo, o gakolotse gore morago ga go bua le ngwana, motsadi a bue le ba botsogo kana bogakolodi gore ba thuse ngwana, mme gape a dirisanye sentle le ngwana mo go rarabololeng bothata jo a nang le jone, a tlhalosa fa go kopa thuso nako e sale teng go ka sireletsa botsogo le pabalesego ya ngwana. O gakolotse gape gore batsadi ba rotloetse bana go kopa thuso fa ba tsaya ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa bone le go ba ruta go nna le boikarabelo ka madi a ba a fiwang mme ba seka ba ba fa go fetisa se ba se tlhokang. O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba seka ba ba roma go ba rekela ditagi gape ba seka ba dirisa ditagi mo ponong ya bana. O ne a ba gwetlha go nna ba lebile metsamao ya bana, ba batlisise gore fa ngwana a se yo mo lwapeng o a bo a le kae, a na le bomang, a dira eng. O tlhalositse gape gore sekole se tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng batsadi go rarabolola mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. A bolela fa barutabana ba na le nako e ntsi le bana ba dikole, ka jalo ba na le seabe mo kgodisong ya bone, ka jalo ba tshwanetse go dira seemo se se rotloetsang bana go ithuta sentle le go ema batsadi nokeng mo dithutong tsa bana, bogolo jang ka dikgang tse di amanang le tiriso ya bojalwa le diritibatsi. A re barutabana ba tshwanetse go dirisana sentle le bana go rotloetsa tshosologo mme ba rotloetse bana go tlhama mekgatlho e e thusang go ema kgatlhanong le tlhotlheletso e e sa siamang go tswa mo ditsaleng. O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go tsisa mananeo a a thusang bana jaaka a kgothatso le go rutuntshanya ga bana ka botshelo. O tlhalositse gape gore barutabana ba tshwanetse go lemoga dikai tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi mme ba tseye kgato e e maleba mme fa go tlhokegang teng a kope thuso. O boletse gore sekole ga se a tshwanela go letlelela ope go dirisa bojalwa le diritibatsi mme se tshwanetse gore se gagamatse molao kgatlhanong le tiriso ya tsone. Rre Lesedi o gwetlhile barutabana go lemotsha batsadi, batlhokomedi ba bana le bone bana tota ka go ba rutuntsha ka bodiphatsa le ditlamorago tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi. Fa a itebaganya le bana, a re ba tshamekele kgakala le bojalwa le diritibatsi ka di na le ditlamorago tse di botlhoko tse di ka ba senyetsang bokamoso. A re ba dire ka natla mo dithutong ka thuto e le yone boswa jo bo sa lwelweng. ENDS education 4 Kgosi Tsiane o rolela Tautona hutshe Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane, o boletse fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, a supile fa e le moeteledipele yo o segofaditsweng ke Modimo ka a dira ditiro tse di thusang setshaba. Kgosi Tsiane o buile se fa a amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa gagwe ka Labotlhano. O supile fa a dumela gore tshegofatso e e mo lafatsheng leno e le ya Modimo, a bo a supa fa e le nako ya gore ba ba ntseng ba sa bone lesedi le le phatsimang mo lefatsheng leno, e le nako ya gore ba le bone. Fa a tlhalosa ka ditso tsa motse wa Takatokwane Rre Marama Tsele o ne a supa fa batho ba motse oo ba ne ba phatlalala go tswa kwa Molepolole, ba ya kwa motseng wa Salajwe, morago ga moo ba ya go thibelela kwa godimo ga letsha le le kwa motseng wa Takatokwane, o tlhalositse fa e ne le batho boora Kgabo, Tsele le boora Tsiane. O tlhalositse fa leina la Takatokwane le tswa mo letsheng leo, fa ba ne ba re ke Taka-thokwana ba raya gore mmu wa letsha leo o morokwa, ke ka moo ga felela gotwe ke Takatokwane. Mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a supa fa molaetsa o mogolo e le o o tswanag kwa go Tautona, a supa fa batho botlhe ba tshwanetse go rotloetsega go bopagana. Mme Marashia Tsiane, o ne a supa fa tautona wa pele Sir Seretse Khama, a ne a feta a robala mo setlhareng sengwe ka 1972,gaufi le fa go agilweng teng kokelo, fa a ne a tsamaya le lefatshe lotlhe la Botswana a leboga Batswana a sena go tsaya puso. Mafelo a mangwe a ditso e ne e le sekole sa brigade, sekole sa Mahupu, le matlotla a batho ba ntlha go thibelela kwa motseng oo. Kwa motseng wa Dutlwe gone, kgosana Rre Douglass Segwagwa o ne a supa fa motse oo o ne o bidiwa Luzwe. O supile fa batho ba ntlha go thibelela foo ba ne ba nna gaufi le letsha mme ba sa itse, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba bona motlhala wa phiri mme o lebega o le bokgola. O boletse fa ba ne ba dumalana le mongwe go mo tshasa mafura a mmantshe, ba bo ba mo funela mo letloeng a tsere thipa ba ya go mmaya mo motlhaleng wa phiri, o supile fa erile phiri a bona letloa leo a bo a le sikara ka a ne a utlwa go nkga mafura, a bo a feta a le baya fa thoko ga metsi a a nwa, a supa gore yo o neng a phuthetswe mo letloeng leo a ne a le gagola ka thipa a bo a kua mme phiri a siya, ke ka moo a neng a bona metsi ao kwa a teng mme a ya go itsise ba gagabo a tla a geletse metsi ao ka sekgapha sa lee la mmantshe, a bo a feta a ba raya a re ‘Tshola le uzwe’ a raya gore tsaya le utlwe metsi a a monate, ke ka moo ba neng ba fudugela fa letsheng leo mme ba le bitsa Luzwe, kwa morago bagwebi ba ba neng ba palelwa ke go bitsa leina leo ba bo ba fetola ba re ke Dutlwe. Kwa motseng wa Tshwaane gone, Kgosi Othusitse Sengawane o supile gore pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso lefelo leo e ne e le masimo, a supa fa ba ne ba nna mo go lone fa ba lemile mme morago ba boele kwa motseng wa Dutlwe. O supile fa go ne go sena metsi ba ne ba tshela ka kgengwe, mme morago ba ne ba a nwa metsi kwa motseng wa Motokwe go sena go phunngwa sediba teng ka ngwaga wa 1958. O supile fa Tshwaane go tewa letsha le le leng mo motseng wa bone le le neng le oka diphologolo. BOKHUTLO society 9 Nyeletso lehuma e tswa maduo kwa Serinane Go bolelwa fa maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ntsha maduo a a nametsang kwa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ka bontsi jwa banni ba motse oo ba abetswe mananeo a puso a a farologanyeng e bile ba gatetse pele. Se, se boletswe ke Kgosi Malang Galeatle wa motse wa Serinane mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, a supa fa a itumedisiwa ke gore bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba abetswe mananeo a puso e bile ba tsweletse sentle fela thata. O supile fa bontsi bo akotse mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le a ditshingwana tsa merogo, go apaya borotho le go loga moriri mme e bile mananeo ao a dira sentle fela thata. A re ba ba apayang borotho ba rekisetsa sekolo se sebotlana sa motse oo. A re ntswa gone go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo mangwe a tshwana le la temo go tsamaya ka thelelo di akaretsa tlhaelo ya metsi mme gone tema e bulegile ka jaana pharologano e bonala mo matshelong a ba ba abetsweng mananeo a. Kgosi Galeatle o lebogetse puso go bo e tshwerwe ka natla go apola Batswana kobo ya lehuma, a supa fa mananeo a mangwe a tshwana le LIMID le ISPAAD a tokafaditse le go tlhabolola matshelo a Batswana. O supile fa go le botlhokwa thata gore morafe le one o tshwaragane le puso ka go tlhagafalela mananeo gore tema e bonale, a supa fa banni ba motse ba amogetse mananeo a puso ka diatla tsoo pedi e bile ba ikemiseditse go tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Galeatle o akgotse morafe wa gagwe segolo bogolo banana ka ba tsweletse ka go supa maikarabelo le go tsaya tsia mananeo a a itebagantseng le go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. A re banana ba motse wa gagwe ba setse ba na le setsha sa kgwebo mme ba tla simolodisa dikgwebo tse di farologanyeng di akaretsa go loga moriri le temo ya merogo. A re ntswa puso e amilwe ke kwelotlase ya itsholelo mme gone ga e ipone tsapa go thusa Batswana, ka jalo, go a itumedisa go bona Batswana le bone ba tshwere ka natla gore maiteko a go nyeletsa lehuma a atlege. Le fa go ntse jalo, Kgosi o tsweletse ka go supa fa lenaneo le tshwana le la Ipelegeng, le le molemo fela thata ka le thusitse mo go tsiseng ditlhabololo di le mmalwa mo motseng wa gagwe. A re ba kgonne go aga matlwana a boitiketso a le mabedi mo kgotleng ya motse ka Ipelegeng, a tlatsa ka gore lenaneo le gape le ogotse bontsi jwa banni mo isong ka jaana ba dirisa madi kana dikatso tse ba di bonang go tswa mo go lone go ithekela dijo le tse dingwe tse ba di tlhokang; mme a kopa puso go tswelela ka go thusa Batswana ka mananeo a tshwana le la Ipelegeng. Kgosi Galeatle o ne a tswelela ka go tlhalosa ka bomosola jwa lenaneo la temo thuo la ISPAAD, a supa fa le rotloeditse balemi ba babotlana go inaakanya le temo-thuo e bile le tshedisa Batswana. A re bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba bone thobo e e nametsang fela thata ka jaana dipula e ne e le tse dinamagadi. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi o ne a lela ka diofisi tsa kgotla tse a reng di dinnye mme e bile a patelesega go kopanela ofisi le mokwaledi wa gagwe, selo se a reng se ba berekisa bokete. Ends politics 7 Dipampiri di tsene ka ga re itse Kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone e boleletswe fa mekwalo e e supang go bapadiwa le go ajwa ga thendara ya go batlela letlole la diphenshene tsa babereki ba puso (BPOPF) e nyeletse. Motlhotlhomisi wa kgang kwa lekalaneng la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo la Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC), Rre Kentse Setlabosheng o tlhalositse ka Labone fa ditlhotlhomiso di sa kgona go upolola mekwalo eo. Basekisiwa mo tshekong eo ke mokwaledi wa pele wa ga Tautona, Carter Morupisi, khamphaniya R7 Group le mookamedi wa yone Pinny Morupisi ba ba lebisitsweng melato ya tshenyetso setshaba le go tsaya madi ka bokukuntshwane. Mosekisiwa wa ntlha, Morupisi o lebisitswe melato e le mebedi ya tshenyetso setshaba, mme gape a lomaganngwa le R7 Group le Pinny Morupisi mo molatong wa go tsaya madi ka bokukuntshwane. Dipampiri tsa tsheko di supa gore mo molatong wa ntlha wa tshenyetso setshaba, Morupisi ka nako e a neng a le mookamedi wa lephata la phiro ya bodiredi jwa puso la Directorate of Public Service Management (DPSM),gape e le modulasetilo wa komiti e e tsamaisang letlole la diphenshene tsa babereki ba puso la BPOPF ka Ngwantsele e le lesome le motso ka 2014 mo Gaborone, o ne a baya monwana tumalano e e fang Capital Management Botswana (CMB) tshwanelo ya go tsamaisa letlole la peeletso la BPOPF. Tshwetso ya ga Morupisi e lejwa e le tshenyetso setshaba ka dipelaelo tsa gore o dirile jalo ntle le go rebolwa ke khuduthamaga ya BPOPF, le gore mo tumalanong eo, ene le R7 Group ba ne ba atswiwa. Morupisi gape o lebisitswe molato wa tshenyetso setshaba o mo go one ba bosekisi ba tlhaloseditse lekgotla gore ka Motsheganong a le lesome le botlhano ka 2017 mo Gaborone, Morupisi, ka tumalano le Pinny Morupisi, yo e leng mookamedi wa R7 Group ba ne ba amogela mpho ya koloi ya Toyota Land Cruiser pickup, ya tlhwatlhwa ya R630 988. 99. Mo molatong wa boraro wa go dirisa madi ka bokukuntshwane, Morupisi, R7 Group le Pinny ka Motsheganong a le lesome le botlhano ka 2017 mo Gaborone, ba dira ba le moono mongwe ba ne ba amogela le go fetolela mo tirisong ya bone Toyota Land Cruiser pickup e e rekilweng kwa Africa Borwa, mme ba na le kitso kana pelaelo e e tletseng ya gore koloi eo ya B587 BEW e ka tswa e rekilwe ka madi a a bonweng ka motswedi wa borukutlhi. Rre Setlaboshane o tlhaloseditse lekgotla gore e ne ya re nako nngwe ka 2017, ba DCEC ba longwa tsebe ke mongwe a na le dipelaelo tsa gore CMB ga e dirise ka fa tshwanelong madi a e a filweng ke ba BPOPF go a tsadisa. O tsweletse a re ka 2018, DCEC e ne gape ya amogela menahune ya gore modulasetilo wa khuduthamaga ya BPOPF, Morupisi, o na le botsalano le CMB, e e filweng tiro ya go tsamaisa matlotlo a peeletso a BPOPF. A re ditlhotlhomiso di upolotse gore CMB e okametswe ke Timothy Marsland le Rapula Okaile. Le fa dipelaelo di supa gore Morupisi o ka tswa a amana le CMB, Rre Setlabosheng a re ditlhotlhomiso di supa gore ka nako ya fa Morupisi a saena tumelano, o ne a seka a supa ka mokwalo kamano ya gagwe le kompone eo. Le fa go ntse jalo, Rre Setlaboshane o ne a supa gore go ne go se sepe se se supang fa Morupisi a amana le CMB. Rre Setlaboshane a re Morupisi le Okaile ba ne ba bereka mmogo kwa DPSM. A re ka nako ya fa Morupisi a konotelela tumalano le CMB, komiti ya BPOPF e ne e phatlaladitswe ka taolo ya kgotla kgolo ya ditsheko. O ne a tlhalosa gore BPOPF e ne e reboletse CMB P500 million go mo tsadisa. A re mo mading a, CMB e ne e supile gore P150 million o tlaa dirisiwa go reka diabe mo komponeng ya Wilderness Safari, fa P150 million a tlaa tsadisiwa go reka diabe mo komponeng ya Kawena Holdings, P50 million a tlaa reka sephatlo sa diabe tsa Cell City le go beeletsa P50 million ka go aga sekole sa leina la Agile. Ditlhotlhomiso di senola gore baokamedi ba CMB ba reketse R7 Group Toyota Land Cruiser. A re bontlha bongwe jwa madi a a neng a rebotswe ke BPOPF go tsadisiwa ke CMB a selekanyo sa P33 million (R44 million), a ne a lemotshega a rometswe kwa polokelong ya kompone ya Manor Squad Services kwa Afrika Borwa, mme seo sa belaetsa batlhotlhomisi ka e se nngwe ya dikompone tse go dumalanweng go beeletsa mo go tsone. “Manor Squad Services e ne ya rebola madi a a fetang R633 000 go reka Toyota Land Cruiser kwa CNH Toyoya Alberton,” ga tlhalosa Rre Setlaboshane. O tlhalositse gape gore ka nako eo, Okaile e ne e le mongwe wa baokamedi ba Manor Squad Services. Rre Setlaboshane a re go lemotshega fa koloi eo, e feletse e le mo diatleng tsa R7 Group, mme thulaganyong ya go e gorosa mo Botswana le go e fetolela mo maineng a khamphani eo e dirilwe ke Okaile. Tsheko e reeditswe ke Moatlhodi Mokwadi Gabanagae, mme e tlaa tswelela ka Labone kwa kgotleng kgolo ya ditsheko ya Gaborone. politics 7 Kgosi o hutsahadiwa ke ditshingwana tsa merogo Kgosi ya motse wa Diphuduhudu kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Shaluka Dipina o supile matshwenyego ka go phutlhama ga ditshingwana tsa merogo tsa nyeletso lehuma tse di simolodisitsweng mo motseng wa gagwe ka ngwaga wa 2012. Kgosi Dipina o supile mo potsolotsong fa go ne go na le ditshingwana tsa lenaneo la nyeletso lehuma di le thataro mo motseng wa gagwe ga mmogo le madirelo a go apaya borotho, mme a re mo nakong ya gompieno ditshingwana tseo tsotlhe di sule. A re beng ba ditshingwana tse ba ne ba iteka, mme fela mathata a matona e nnile diji, ka jaana go sena molemisi mo motseng wa bone mme ba dirisa molemise wa Malwelwe. Mo go tse dingwe Kgosi Dipina o supile matshwenyego gape mo go nneng maoto a tshupa ga badirelapuso go tla go berekela kwa motseng wa Diphuduhudu. A re mo nakong ya gompieno sekolo sa motse oo se kgweretlhisa fela ka barutabana ba nama-osa-tshwere. A re se se ama maduo a sekolo seo ka barutabana bao ba na le go tlhapiwa ngwaga o setse o ile. A re mo dingwageng tse tharo tse di fetileng sekolo seo se ntse se ntsha maduo a a sa itumediseng, ka jalo ba ipotsa gore isago ya bana ba bone e tla nna jang. A re go tlhoka go felela kgakala le dithuo ga bana ba motse oo go dira gore letlhoko la tiro le nne le ntsi thata mo motseng. Kgosi Dipina a re banana ba bangwe mo motseng oo ba sale ba feditse lekwalo la botlhano kwa sekolong se segolwane sa Matsha kwa Kang, mme ditlankana tsa bone di ntse di koo ka ba sena ditsompelo tsa go ya go di tsaya. Kgosi Dipina o lela gape ka letlhoko la koloi ya kgotla, a re koloi ya bone e sale e sule ka ngwaga wa 2006 mme ba solofetswa e ntsha, mme nako kgolo ke eno. A re se se dira gore tiro ya kgotla e salele kwa morago, bogolo jang ka jaana motse wa gagwe ole kwa tlhoko ga metse e mengwe. O ne gape a lela ka ditlhabololo ka kakaretso mo motseng wa gagwe, a supa fa metse e e tsileng morago ga wa Diphuduhudu jaaka Kaudwane e tsweletse go feta wa gagwe. Le fa go ntse jalo, kgosi Dipina o ne a akgola khansele potlana ya Letlhakeng mabapi le lenaneo la go ba fa diruiwa tse ba di solofeditsweng fa ba thibelela mo Diphuduhudu. Are khansele e abela batho diruiwa tseo fela jaaka go solofeditswe kwa tshimologong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Emang mananeo a puso nokeng - Morupisi Mokwaledi wa ga Tautona gape e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matonaa puso, Rre Carter Morupisi o kopile badirelapuso go ema mananeo le dikeletso tsa ga Tautona nokeng. Fa a buisa phuthego ya badirelapuso kwa Lobatse ka Labone, Rre Morupisi a re Tautona o eletsa gore puso e leke go baakanya melao le melawana e e tsamaisang ditoropo le ka mo bodirelapuso bo thusang setshaba ka teng go tokafatsa toropo gore e tsabakele jaaka pele. A re Lobatse ke toropo ya ditso mme maikaelelo ke go e tsosolosa, selo se a reng se tlhoka badirelapuso go nna bonolo le bopelotheri go amogela bagwebi ba ba batlang go dira dikgwebo kwa toropong eo. Rre Morupisi a re se, se raya gore badirelapuso botlhe ba nne le boikarabelo mo ditirong tsa bone gape mongwe le mongwe a nne motlotlo ka tiro e a e dirang, e dirwa ka boineelo le botswapelo le go ikgapha mo dilong tse di sa siamang go nna modirelapuso yo o nang le bokao go neela batho ditirelo ka nako. O boletse fa puso e rotloetsa makalana a a ikemetseng go tlhama ditiro a supa fa Tautona keletso ya gagwe e le go rokotsa bagwebi go tla mo lefatsheng leno ka go thusiwa ka diteseletso ka nako. A re go ngokela bagwebi kwa Lobatse go ka thusa go shafatsa bontle jwa toropo eo. A re Tautona o eletsa fa Botswana a ka tshwara diphuthego ka bontsi tsa matona mme a re Lobatse o ka thusa toropo kgolo jalo, go rutiwe beng ba dikgwebo gore dikgwebo tsa bone di batla boitshwaro jwa sebopego sefe. Rre Morupisi a re Tautona o eletsa gore baeteledipele ba tseye ditshwetso bale kwa ba teng, e seng gore go nne gotwe go dirwa kwa Gaborone. O rotloeditse badirela puso go bala bukana ya molao o o tsamaisang bodirelapuso . A re go bereka morago ga dinako tsa tiro tse di dumalanweng ke mmereki le mohiri, mmereki a duelwe mme go seka ga tsaya nako e telele. O kopile badirelapuso go fefosa go thusa batho ka mowa o montle gore ba tle ba eletse go boa gape. Re Morupisi a re puso e eletsa gore banyalani ba ba berekeng kgakala le malwapa a bone, ba ikopele go atamela banna kana basadi ba bone mme se ga se patelediwe. Fa a leboga, mokwaledi wa khansele ya Lobatse, Mme Boikhutso Matenge o ne a lebogela molaetsa wa ga Tautona a bo a kgothatsa badirelapuso go bala melawana ya khiro. politics 7 Kgosi o tlhalosa bokao jwa letlalo la nkwe Kgosi Michael Molefhe wa Kopong mo kgaolong ya Kweneng a re fa kgosi e bewa, e apesiwa letlalo la nkwe ka jaana nkwe e le mebala; mengwe e bonala mme mengwe e sa bonale. A re se se raya gore kgosi o tshwanetse go itse fa a tsile go bereka le batho ba mebala e e farologaneng, ka jalo o tshwanetse go bereka le bone ka tekatekano, terisanyo, boineelo, lorato le bopelotelele. “Fa kgosi le morafe ba sa bereke ba le moono mongwe fela, go motlhofo gore bogosi bo phutlhame ka mogologolo o rile kgosi ke kgosi ka morafe,” a tshwaela. O ne a bua jaana kwa moletlong wa go tlhomamisa kgosana ya kgotla ya Modikwagae Kgosi George Tubego semmuso bosheng. Kgosi Molefhe o tlhalositse gore kgosi ya motia e tsaya ditshwetso tse di tlaa sologelang morafe molemo. “Botswana ke lengwe la mafatshe a a renang kagiso le thokgamo mme seo se dirwa ke dikgosi ka go tsereganya fa morafe o lwa kana o sa dumalane ka megopolo,” ga bua Kgosi Molefhe. A re lentswe la kgosi le tsisa kagiso, lorato le boitumelo mo setshabeng, ka jalo kgosi o tshwanetse go bopa morafe. A re kgosi ke ene a lomaganyang setshaba le maphata a puso, ke ene mmueledi wa morafe. Kgosi Molefhe o gwetlhile morafe wa Basikwa go bereka le kgosana ya bone sentle ba sa mo imetse tiro. Le fa go ntse jalo Kgosi Molefhe o buile gore pele ga kgosana ya kgotla eo e tlogela bogosi, go ne ga nna ke mekubukubu gore setilo seo se tlaa gatwa ke mang, mme kwa bofelong motse wa felela o dumalana gore setilo se lebagane Kgosi Tubego. A re ka lefatshe leno e le la batho ka batho, Basikwa ba ne ba wela dipelo mme ba felela ba dumalana ka mogopolo. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tubego o ne a ikana fa a tlaa berekisana le morafe ka lorato le boineelo. “Fa ke fetileng teng go a bonala, ke tswa kgakala le boeteledipele. Ke kile ka nna mogokgo wa dikole ka go farologana mme ka ke le motho yo o tlhaga, motlhala wameo a bonala,” ga bua Kgosi Tubego. Basikwa ba ne ba itumelela Kgosi Tubego mme ba mo eleletsa masego le matlhogonolo mo thomong ya gagwe. society 9 Ba gakololwa go isa bana dikokelong Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Sebako kwa Kanye, Rre Justice Kgabeng o kopile batsadi go isa bana ba bone kokelong kgwedi le kgwedi go tila dintsho tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano. Rre Kgabeng o buile mafoko a kwa moletlong wa dikgaisanyo tsa botsogo jwa ngwana kwa ntlo lohalahaleng ya Dilolwe kwa Kanye bosheng. Moletlo o, o ne o tshwerwe ka setlhogo se se reng Boitekanelo jwa Ngwana Boitekanelo jwa Setshaba. Rre Kgabeng o ne a bolelela batsadi fa ba botsogo ba tsile moletlong oo go tla go ba ruta ka botsogo jwa ngwana, a tla a re bogologolo bana ba ne ba tsholwa go sena dikokelo mme go sena dintsho tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano go tsena ka tse tlhano. A re go tshwanetse gore go thibelwe dintsho tsa go nna jaana ka go simolola fela ka go tlhokomela baimana jaaka e ne e le tlwaelo mo malatsing a maloba. health 6 Makalamabedi o a itela Kgosi Diane Sepakowa wa Makalamabedi a re ba sale ba solofeditswe go atlolosetswa kokelwana, a tlhalosa gore motse wa bone o godile jaanong e ba nang le yone e nnye. Kgosi Sepako o buile jalo ko phuthegong ya mopalamente wa bone Rre Slumber Tsogwane ko motseng oo bosheng. Kgosi o ne gape a rotloetsa morafe gore mo ngwageng o mosha ba ba ntseng ba sa itshware sentle ba fetole boitshwaro. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Phenyo Dimpe o ne a lebogela gore ba okeleditswe dipalo tsa khiro ya lenaneo la Ipelegeng. Mme Dimpe o supile fa matshwenyego a bone e le ofisi ya boipelego e le go tlhoka didirisiwa tse di agelelang mabitla ka di sa lekana, lenaneo la madi a dikgaolo a P10million ga ba itse gore le tsamaya fa kae, le go dirwa ga tsela ya Makalamabedi/Motopi, gammogo le tiego ya dipolasetike tse di olelang matlakala. Mopalamente Tsogwane o ne a ba tlhalosetsa gore kokelano ya bone ba ne ba filwe madi ke kompone ya DeBeers mme ga nna le kwelotlase ya itsholelo. Mopalamente yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae o ba boleletse gore kokelano ya bone e teng mo lenaneong la ESP fela ke gore ba lephata la botsogo ba saletse ko morago go diragatsa mananeo ba diilwe ke tsamaiso. A re tsela ya Makalamaedi/Motopi e mo lenaneong la ditlhabololo mme ga go reye gore e tlaa dirwa mo ngwageng wa ntlha wa lenaneo. E rile a araba kgang ya madi a dikgaolo mokwaledi wa khansele Rre Onthatile Molelu a ba tlhalosetsa gore lenaneo le diilwe ke gore madi a tsile ka kgwedi ya Phalane. Rre Molelu a re ka go na le thulaganyo e e salwang morago go a diragatsa ke yone e e diileng mme a re ba eme ka dinao go a fefusa. Mo go tse dingwe Kgosi Baletlanye Kenewendo wa Motopi o ne a re lefa seemo sa loapi se sa nametse mathata a bone ke gore ga ba a bona dipeo. Kgosi Kenewendo o boletse fa gape ba tlhaelelwa ke mapodisi a tlhalosa gore borukutlhi bo ko godimo ka jalo a kopa gore ba okeletswe mapodisi a nakwana. Kgosi o bile a re o kopela mapodisi gore ba tlhokomelwe. Radijwalo wa kgaolo ya Boteti Rre Chemelani Mokgosi a re tiego ya dipeo e bakilwe ke gore ba ne ba ntse ba neela dikompone gore di phakise dipeo,a tlhalosa gore jaanong tiro ya teng e boetse mo go bone. Rre Mokgosi o ne a supa gore dipeo di teng, a ba rotloetsa gore ba leme mabele go itepatepanya le seemo sa loapi. health 6 Banana ba itshetsa ka temo thuo E re le ntswa e ne ya re mo malobeng bagodi e bo e le bone ba ikamantseng thata le temo-thuo go na le basha, go lebega seo se fetogile ka jaana banana bangwe ba itepatepantse le go ikopela mananeo a puso a temo go tokafatsa matshelo a bone le gone go nna le seabe se se bonalang mo go direleng lefatshe leno dijo. Mo puisanong bosheng, molemisi yo o direlang kwa metseng ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ditiro Bolepya o tlhalositse fa e ne ya re morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ba lemoga dipalo tse di nametsang tsa banana ba ba ikopelang go lemelwa ka lenaneo le. A re go lebega batsadi ba metse ya selegae ba na le seabe se sentsi mo go rotloetseng basha go ikamanya le temo ka jaana ba ba adima masimo a bone gore ba itemele ka bangwe ba ise ba abelwe ditsha. Rre Bolepya o akgotse batsadi go jwala mowa wa go itirela mo baneng le go tlhoafalela temo ka jaana temo thuo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno. A re fa temo e ka tshwaraganelwa ke botlhe mo lefatsheng leno go akarediwa banana le bagodi, lefatshe leno le ka ntsha dijo tse di lekaneng mme la emisa go ikaega ka dijo tse di tswang kwa mafatsheng a sele. Mongwe wa banana ba ba inaakantseng le temo, Mme Kgalalelo Selagaboy wa masimo a Tsape kwa Takatokwane, a re fa temo e bapisiwa le mohama wa thuo e bogadi bo gaufi fela thata le fa go tsaya sebakanyana go ntsha dipoelo. Mme Selagaboy yo o simolotseng go ikamanya le temo ka 2010, a sena go lemoga fa lefatshe leno le farifarilwe ke letlhoko la ditiro segolo jang mo bananeng. O boletse fa temo e tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go rekisa thobo ya gagwe kwa go ba Botswana Agricultural Marketing Board. O supile fa a simolotse go tlhagafalela temo thata morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ka a thusiwa ka dipeo le menontshane le gone go lemelwa mahala. A re o ageletse tshimo ya gagwe ka thuso ya go teratelela masimo. A re o dumela ntle le pelaelo epe gore fa banana ba ka ikanya temo ba ka fedisa letlhoko la ditiro le le ba apereng mme ba kgona go ipulela dikgwebo ka jaana puso e tsweletse ka go tokafatsa mohama wa temo-thuo mo lefatsheng leno. O rotloeditse banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla a ba direla sengwe le sengwe mme ba tshwanetse go iphataphatela. O supile fa a utlwisiwa botlhoko ke go bona banana ba tsweletse ka go rekisa ditsha tsa masimo ba sa di tlhabolole go akola mananeo a puso a tshwana le la ISPAAD a a tlhamilweng go tokafatsa matshelo a Batswana society 9 Tlhagala e tla a butsologa Ba bosekisi ba gomagometsa go bula sesha kgang e mo go yone banna bangwe ba neng ba sekela go itaya le go gobatsa mme ya tshololwa ka ntlha ya bosupi jo bo reketlang. E rile mosekisi, Sub-Inspector Tshiamo Montshiwa a bua bosheng kwa kgotleng ya ga mmakaseterata ya Molepolole, a tlhalosa fa ba batla go bula kgang eo gape ka gore ba dumela gore ba tlaa kgona go bona bosupi jo ba neng ba bo tlhoka. Rre Montshiwa o ne a tlhalosa gore kgang e ne ya tshololwa dilo tse dingwe di ise di goroge kwa di neng di tshwanetse go ya teng. A re bosupi jo tota ba bo tlhokang bo mo ditsong tsa difaele tse di beilweng tsa Botswana Television. O bile a tlhalosa gore ditshwantsho tse di ne tsa supiwa e le dikgang mo Btv. O ne a tlhalosa gore lekgotla la Molepolole le ne la dira mokwalo wa taelo wa gore ditshwantsho tseo di ntshiwe, tse mosekisi a supang fa di supa basekisiwa ba itirela go rata ba kgathologile molao. A re fa bosupi joo bo ka rarabolola kgang e e sa bolong go goga. Rre Montshiwa o ne a supa gape gore o tlhoka le gore lekgotla le mo kwalele taelo e nngwe gape ya gore Btv e kopiwe go ntsha ditshwantsho tseo kgang e tswelele. Le fa go ntse jalo, basekisiwa ba ne ba supa fa ba gakgametse thata ka e bile mosekisi e le ene a di gogang kwa pele a batla gore kgang eo e tsene gape. Ba ne ba tlhalosa fa ba dumela gore go na le segwenegwene mo kgannyeng ya bone e bile ba ikemiseditse go bona gore matsapa di a tsaya kae ka gore kgang e ne e tsholotswe. E rile Mmakaseterata Bhekimpilo Sibanda a ntsha la gagwe a bolelela lekgotla gore kgang eo e tlaa buselediwa kwa go mmakaseterata yo o neng a e tshwere. O ne gape a supa gore mo kgannyeng eo ga go na sepe se se fetogileng e bile a bona go se na lebaka la gore go bo go twe e tsenngwe gape. Ka jalo Mmakaseterata Sibanda o ne a felela a bolela fa kgang eo e tlaa reediwa kwa tshimologong ke mmakakaseterata yo o neng a e tshwere mme e tlaa re go na le mabaka a a utlwalang ke gone a tlaa e fetisetsang kwa go mmakaseterata yo a bonang a ka e mo thusa. O ne a baya letsatsi la Moranang a tlhola malatsi a le mararo gore kgang eo e tle e bulwe ke mmakaseterata yo o lebanyeng. Dintlha tsa kgang e di supa gore e ne ya re Mopitlo a tlhola letsatsi ngogola, Masego Phuduhudu wa kgotlana ya Mmopi, Setoba Kgalaeng, Balimi Kgalaeng le Badisa Kgalaeng botlhe ka boraro e leng ba kgotla ya Difetlhamolelo kwa Molepolole, le mosekisiwa wa bofelo ebong Atamelang Molwapula wa kgotla ya Mailwana, ba ne ba gobatsa Rre Morris Sekgee ka go mo keteka ka dithobane mo a feletseng a gobala monwana a bo a nna le dikgobalo tse di masisi mo mmeleng. Go belaelwa gape gore e ne ya re Mopitlo a tlhola malatsi a mabedi kwa masimong a Diagane basekisiwa ba keteka Rre Tiego Charlie ka dithobane mme ba mo gobatsa gore a bo a sale a rurugile monwana. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 DTC e rua sekole sa Díkar Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Unity Dow, o lebogetse khamphani ya Diamond Trading Company (DTC) go tsaya sekole sa D’kar mo kgaolong ya Ghanzi. Tona Dow o ne a etetse sekole seo le ba DTC go lekola le gop bona gore se ka thusiwa jang ka gore maduo a sone a lekwalo la bosupa a ntse a le kwa tlase mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.. Tona o ne a kopa mogokgo go tshwaragana le barutabana gore ba kgone go tokafatsa maduo. A re thuto ke boswa jo bo sa feleng. A re khansele le yone e tshwanetse go ema ka dinao go thusana le barutabana. Tona a re mogokgo, lephata la thuto mo Ghanzi le khansele fa ba ka dirisana sentle le go sekaseka mathata a a ka tswang a ama maduo a sekole seo gongwe maduo a ka tokafala. Tona Dow a re sengwenyana se teng se se ka tswang se dira gore maduo a wele tlase. E rile leloko la khuduthamaga e e tsamaisang DTC, Rre Neo Moroka a ntsha la gagwe, a tlhalosa fa DTC e tsaya sekole sa D’kar dingwaga tse tlhano lephata la thuto le sena go kwalela ba kwalela go kopa dithuso. Rre Moroka a re fa lephata la thuto le kopela dikole dithuso kwa khamphaning ya bone ba ba romelela sengwe le sengwe se se tlhokafalang sa dikole tseo le maduo a ditlhatlhobo. Ka jalo DTC e bona go le botlhokwa go tsaya sekole sa D’kar e lebeletse maduo a sone. Rre Moroka a re fa ba sena go kanoka sengwe le sengwe mo sekoleng ba bona gore go tlhokana leng ke gone ba yang go tsenya kopo ya madi A re khamphani eo e leka go tlhabolola thuto ya bana mo lefatsheng leno ka bophara, ka jalo le bone barutabana le batsadi ba tshwanetse go nna le seabe mo thutong. E rile Mogolwane mo lephateng la thuto mo Ghanzi, Mme Mafoteng Mahole a ntsha la gagwe, a tlhalosetsa tona le ba DTC fa sekole seo se butswe ka 1965, mme se ne se tsamaisiwa ke kereke ya Dutch Reform. Mme Mahole a re sekole se ne sa tsewa ke puso ka 1973 go se tsamaisa. Se na le bana ba le 565, basimane ba le 266 le basetsana ba le 299. Mme ba ba nnang mo sekoleng ba 79. Mogolwane yoo a re mosepele wa bone wa go tlhabolola maduo mo o bokete ka ntata ya gore bana bangwe ga ba utlwe Setswana fa ba rutwa. Mme Mahole a re seo se senogile fa ba Thuto Isago ba sena go dira dipatlisiso tsa go bona gore maduo a dikole tsa kgaolo eo ke eng fa a wela tlase. A re ba Thuto Isago ba ne ba kopa gore go nne le barutabana ba ba tlhaloganyang Sesarwa le Setswana e nne bone ba ba thusang go ranola. Mogolwane yoo a re lephata la thuto le ne la tsaya boikarabelo jwa gore barutabana bao ba nne teng go thusa bana ba ba sa tlhaloganyeng Setswana gore ba kgone go tswelela sentle mo dithutong. Mme Mahole a re kgwetlho e nngwe ke bana ba ba sa tseneng sekole sentle le ba ba tlogelang sekole. education 4 ISPAAD e ka fokotsa theko ya dijo kwa ntle Mogolwane mo lephateng la temo-thuo yo a lebaganeng le dijwalo Rre Thomas Mogome, o rotloeditse balemi ba Boatlaname go akola mananeo a tshwana le la ISPAAD mo go thuseng gore lefatshe leno le itirele dijo tse di lekaneng Rre Mogome o buile seo fa a ne a rolela balemi ba setlhopha sa Makhuu sa baikopanyi ba le masome a mane le borataro terata ya diekere di le sekete, makgolo a mararo le metso e le merataro . A re ba lebogela lenaneo leo la ISPAAD go bo le tsile go thusa balemi go lema dijo tse di lekaneng jaaka mabele, lebelebele le mmidi. O ba rotloeditse go lema ba kabakanya dijwalo ka jaana keletso ke go bona lefatshe leno le ijesa gore madi a le rekang dijo ko mafatsheng a mangwe ka one a dirisiwe mo ditlhabololong tse dingwe. A re le ntswa lenaneo leo le na le dikgwetlho jaaka phetogo ya loapi le dipula tse di boutsana ga ba a tshwanela go ipona tsapa mo temong, a re ba ikanye dikgakololo tsa balemisi go fitlhelela maikemisetso a bone. O gakolotse gape balemi bao fa temo ya segompieno e na le dikgwetlho a re balemi ba tshwanetse ba tsena mo go yone ba ititeile sehuba go bona ka fa ba ka tilang dikgwetlho tse ka teng. Rre Mogome a re mogopolo wa go ipopa ditlhopha ke ntlha nngwe ya go thusa balemi go ntsha dijo tse di lekaneng ka jaana puso e lemogile fa go dira motho a le nosi go le turu go na le fa ba le ditlhopha. A re go na le ditlhopha tse dingwe tsa baikopanyi tse di dirilweng ka lenaneo la ISPAAD tse puso e dirisitseng madi a mantsi mo go tsone mme di sa tlhole di dira maikemisetso a tsone mo jaanong dingwe tsa tsone di setseng di fetogile dipolase kana mafudiso a leruo . O gakolotse gape balemi gore ba seka ba fudisa leruo la bone mo masimong fa ba sena go roba dijwalo tsa bone go itsa mhero, o gantsi o kgoreletsang dijalo go gola sentle. Rre Mogome o ganne nnang wa banyana dikgang tse di buiwang ke balemi bangwe tsa gore dipeo tse di tlhabolotsweng le menontshane e e tshelwang mo masimong ke tsone tse di tsisang mhero mo masimong. Fa a bua le beng ba diterekere o ne a ba gakolola go ikaba ka dikgaolo kana masimo a ba leng kwa go one go somarela bokgola. O bile a akgolela balemi bao go bo ba betlile tsela e ntle ya go ikopanya a re seo se tlaa tlhofofaletsa molemisi mosepele wa go etela masimo a bone ka bongwe ka bongwe. O ba gakolotse gape gore ba ka ikopela madi go epa sediba ka lenaneo leo la ISPAAD gore ba seka ba kojwa ke lenyora mo masimong. BOKHUTLO society 9 Ditlhopha di itlama go godisa bodiragatsi Setlhopha sa bodiragatsi sa Peo Creations and Performing Arts gammogo le sa Finger Prints Performing Arts di itlama go godisa bodiragatsi ka go dira maitiso a go ipelafatsa ka ditalente tsa bone. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, morulaganyi wa maitiso ao e bile e le moeteledipele wa setlhopha sa Finger Prints, Mme Dimakatso Ntheetsang a re e le ditlhopha tsa bodiragatsi ba lebanwe thata ke kgwetlho ya letlhoko la madi mme ba ile ba bona go le maleba go ikopanya gore ba ikgobokanyetse madi gammogo le go isa bodiragatsi kwa setshabeng. Mme Ntheetsang a re nako e ntsi ba ikaegile thata ka dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa ga Tautona mme morago ga dikgaisanyo tseo ba sala ba iphotlhere ba sa dire sepe, mme seo se ba tsenye mowa wa botshwakga le go thubega ga ditlhopha. Ka jalo a re ba itlamile go isa bodiragatsi kwa setshabeng e le ntlha nngwe ya go ruta setshaba ka dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng, tiriso botlhaswa ya ditagi gammogo le dikgwetlho tse di lebanyeng banyalani le gore ba ka fenya dikgwetlho tseo jang. Fa a tlhalosa ka setshwantsho sa bodiragatsi, setlhopha sa gagwe se se neng se diragatsa mo seraleng, Mme Ntheetsang a re ba ne ba diragatsa motshameko o o supang dikgwetlho tse bana ba masiela ba kopanang le tsone le gore di ba ama jang. A re mo motshamekong wa bone ba ne ba supa ka fa ngwana yo o tlhokafaletsweng ke batsadi, a tshwerwe jaaka galase ke nkukuagwe ka a ne a tshaba go mmolelela gore batsadi ba gagwe ba bolailwe ke eng ka mmaagwe ngwana yoo a ne a bolailwe ke bolwetse jwa segajaja jwa AIDS fa rraagwe ene a ile a ikgapela botshelo morago ga go bona kutlobotlhoko e a e tsisitseng mo lelwapeng. A re ka motshameko oo, ba ne ba leka go ruta setshaba gore ba tshwanetse ba tshwara bana ba masiela jang ga mmogo le go ba rotloetsa go ikgapha mo ditseleng tse di ka dirang gore motho a tsenwe ke mogare gammogo le go rotloetsa banyalani gore ntwa kgolo ke ya molomo. A re gape ba ne ba leka go ruta setshaba gore fa ba tshela mmogo mo lwapeng ba tshwanetse ba nna le mowa wa go itshwarelana gore ba tle ba kgone go lebagana le dikgwetlho tsa botshelo mme ba kgone go di fenya ka bojammogo. Morulaganyi yo mongwe e bile e le moeteledipele wa setlhopha sa Peo Creations, Rre Mompati Molelowakgotla a re maikaelelo a bone ke go godisa bodiragatsi ka go bontsha Batswana gore jaaka go na le maitiso a a farologanyeng a a tshwanang le a mmino le kopelo bone ba na le bokgoni jwa go isa talante ya bone kwa setshabeng ka bodiragatsi jwa motshameko. Rre Molelowakgotla a re ntswa maitiso a bone a ne a atlega ba ne ba kopana le dikgwetlho jaaka letlhoko la madi a dipaakanyetso maitiso ao. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Puso e lebogela seabe sa kereke Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moiseraele Goya, a re puso e lebogela seabe se kereke e nang le sone mo go tlhabololeng lefatshe leno. Rre Goya o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA go kokoanyetsa madi kago ya UCCSA Boseja. A re puso e dumela thata mo dikerekeng ka jalo fa makgotla a a eteletseng dikereke a isa boikuelo bope jo bo amanang le dikereke, puso e a ba amogela e ba reetse e bo e sekaseke ikuelo ya bone. Rre Goya a re se se supagetse fa makgotla ao a bua ka tomolagano kana go thubega ga dikereke e bile ba tswa ka mogopolo wa gore go batliwe maloko a le 500 go ka simolodisa kereke e ntsha. A re puso e ne ya reetsa mme ya dira molao oo mme mapalamente a dumalana palo ya 150. O gakolotse kereke go sa kgala lentswe mo go lwantsheng lehuma ka le sa eletsege gotlhelele mo lefatsheng la Botswana. O tsweletse ka go gatelela fa kereke e tshwanetse ya kgala e sa kgwe mathe tiriso botlhaswa ya nnotagi, diritibatsi, boaka le boitshwaro jo bo sa eletsegeng. Tona o tlhalositse gape gore kereke e tshwanetse ya rotloetsa go nna tlhaga mo tirong le go nna bopelotelele. A re banana ba gompieno ba pelo dikhutshwane mme mafoko a re “Roma ga a agiwa ka letsatsi le le lengwefela.” Mo go tse dingwe, Rre Goya o ne a itsise maloko a kereke fa puso e rotloetsa Batswana ka mananeo go ba ntsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. A re puso e na le mananeo a thotloetso ya bomme, le banana ga mmogo le setshaba go se ntsha mo lehumeng. Ka jalo o ne a rotloetsa kereke gore e nne le dithuto seka dipuisanyo, go rotloetsa maloko go inaakanya le mananeo a a molemo a puso. A re bana ba Modimo ga ba ke ba dirisa madi botlhatswa fa ba a adimiwa ka jalo o dumela fa Modimo o tlaa ba etelela pele go sala mananeo a puso morago. A re somareleng leina la Modimo re nne bafenyi ka mananeo a puso, ga bua jalo mothusa tona. O ne a akgolela ba UCCSA Boseja go bo ba bone go tshwanela go dira maitiso a maikalelo a o ne e leng go kgobokanyetsa kago ya kereke madi. A re o dumela gore kago ya kereke eo ke moka e leng ya ga Jehova ka sebelebele. Rre Goya o tsweletse ka go re kereke ke lefelo la tumelo, lefelo la kgomotso, ebile ke lefelo la tshidilo maikutlo. O tlhalositse fa lekwalo la ga Samuel wa bobedi kgaolo ya bosupa temana ya botlhano le re “Ya o reye motlhanka wa me Dafite o re; a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone.” Kwa bofelong Rre Goya o ne a ntsha madi a a kanang ka P40 000 go simolodisa kago ya kereke eo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Lenaeno la ESP le tlaa bewa leitlho Mokwaledi mogolo kwa ofising ya ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) le ka atlega fela fa le ka bewa leitlho le go sekasekwa kgapetsa kgapetsa. Rre Morupisi o boleletse badirelapuso kwa Tutume ka Laboraro gore kwa ntle ga go bewa leitlho mo go tseneletseng, lenaneo leo ga le na go atlega, ka jalo o kopile baeteledipele ba maphata go tlhomamisa gore kabo ditiro tsa lenaneo leo la ESP e dirwa ka ditsela tse di tlhamaletseng. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a lenaneo le e le go tsosolosa itsholelo, go tswakatswakanya itsholelo le go direla Batswana mmereko ka jalo a ba gwetlha go reka dithoto le ditirelo tsa bana ba mo gae go leka go godisa madirelo a bone. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lekalana le le lwantshang tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Rose Seretse o boleletse badirelapuso gore ditiro di tshwanetse go abelwa dikhampani tse di farologaneng e seng di le dingwe fela. A re go tshwanetse ga dirwa ka bojotlhe go tlhomamisa gore ditiro tseo di abiwa ka tsela e e senang bana ba phefo.Mme Seretse a re e re ka jaana madi a mantsi a lenaneo leo a reka dithoto le ditirelo go tshwanetse ga salwa morago tsamaiso ka dinako tsotlhe go tlhomamisa gore le sologela Batswana molemo. O ile a gatelela ka gore go tshwanetse ga rekwa dithoto tsa dikhampane tsa monogae gore madi a tle a tsene mo letloleng la lefatshe leno.Gape o tsweletse a kopa badirelapuso go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go amogela dimpho. Badirelapuso ba kgaolo-potlana ba ne ba bolela fa ba amogetse lenaneo leo ka dipelo tse di tshweu, ba re e re ka sejo sennye se sa fete molomo, bongwe bontlha jwa matshwenyego a bone a arabilwe le sa boroko jone e santse e le kgwetlho e tona mo go bone.Gape ba ile ba supa matshwenyego ka tsela ya Francistown le Nata ba re e epegile ke dikhutikhuti mme ga gona fa e umakwang teng mo lenaneong leo mme e le yone e e tshwereng matshelo a batho. Rre Morupisi o boleletse fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebanyeng mabapi le tsela eo. society 9 Mosekaphofu ya ga gagabo ga a swe lentswe Dipina tsa Sebirwa gammogo le mmino di tshwanetse go sirelediwa ka tlhoafalo gore di seka tsa nyelela. Mo potsolotsong le mokwaledi wa setlhopha sa mmino wa Sebirwa mo Bobonong sa Mosekaphofu, Mme Gomolemo Kele a re dipina tsa Sebirwa gammogo le mmino ke tsone pinagare ya Babirwa ka di kaya ditso tsa Babirwa ka botlalo. Mme Kele a re e ne ya re ngogola ene le banana bangwe ba Bobonong ba bona go tshwanela gore ba tlhame setlhopha sa Mosekaphofu ka maikaelelo a go tshegetsa le go sireletsa dipina gammogo le mmino wa Sebirwa gore o seka wa nyelela. A re gore ba tlhame Mosekaphofu, ba gwetlhilwe ke go bona ngwao ya Setswana, segolo jang Sebirwa se gomagomediwa ke go nyelediwa ke dingwao tsa mafatshe a sele. O tlhalositse fa Mosekaphofu e tlhamilwe ka maloko a le masome a mabedi le bongwe. Mme Kele a re Mosekaphufo o magorogo masha mo mererong ya mmino wa Setswana, mme e bile se setse se supa bonatla le bonokopila jwa sone ka se tlaa bo se ya go phadisana le setlhopha se se itsegang bobe mo mminong wa Sebirwa sa Re tlaa re ke dipitse kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona kwa Gaborone monongwaga. A re Mosekaphofu e ne ya gapa maemo a ntlha ka 91 per cent mo dikgaisanyong tsa mmino wa Sebirwa tsa dikgaolo tse di neng di tshwaretswe mo Bobonong bosheng mme setlhopha sa Re tlaa re ke dipitse sone se ne sa gapa maemo a bobedi ka 85 per cent. O kaile fa ba bona Lesubeje e le nngwe ya dipina tse di dirileng gore ba gape maemo a ntlha. Le fa go ntse jalo, Mme Kele o tlhalositse gore fela jaaka tlholego ya Babirwa, mmino wa Sebirwa o tlholega kwa Afrika Borwa. Mme Kele a re go tswa goo-Lowe mmino wa Sebirwa o ne o binwa e le tsela nngwe ya go ipelela tlhobo kana go rapelela pula. A re gape mmino wa Sebirwa o ne o binwa fa le botsetsi jwa go rafola le fa go ntshiwa ngwana mo ntlong. Mme Kele a re mmino wa Sebirwa o kgaogantswe ka maphata a le mmalwa jaaka go na le mmino wa borre, wa bomme le o o kopantseng bomme le borre. A re mmino o o ne o binwa fa go ipelwa kwa kgotleng le mo manyalong kana go rapelelwa pula, fa wa bomme o ne o binwa ke basadi fela fa ba dira tiro ya botsetsi jwa go rafola. O kaile gore diletso tsa Sebirwa jaaka meropa go na le ka fa di lediwang ka teng, a tlatsa ka go re kapari ya teng le yone e pharologanyo thata le ya dingwao tse dingwe ka e tsamaelana le morafe wa Venda kwa Afrika Borwa. Mme Kele a re banana ba tshwanetseng go ikgolaganya le bagolo go ithuta ka fa dingwao tsa Setswana di ntseng ka teng, a tlatsa ka go re ba innaakanye gape le ditlhopha tsa mebino ya setso mo metseng ya bone go leka go intsha mo ditirong tsa botlhokatsene le go itse ngwao. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Bongaka jwa setso ga se boleo Motswana a rile tshaba e se nang ngwao ke e e latlhegileng. Se se raya gore ngwao ga e a tshwanela tlogelwa e nyelela. Ngwao e ka supiwa ka dilo tse dintsi di akaretsa dijo, diaparo, meletlo, le tse dingwe jalo; gape, go na le bongaka kgotsa kalafi ya setso. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa malatsi a bo ile thata kwa sekgoeng mo bana ba ba tlang kwa morago o fitlhelang ba sa tlhole ba na le kitso e e tletseng ya ngwao. Mme Shiane Phaladze, yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro, yo o tlholegang kwa Zwenshambe, ke mongwe wa batho ba ba sa ntseng ba leka go tshegetsa ngwao. O dira jalo ka go diragatsa bongaka jwa setso a sa iphitlhe, ka a re o batla gore batho ba tlhaloganye gore bongaka jwa setso ga se sepe se se maswe. Mme Phaladze, yo o direlang kwa Francistown, a re o ne a gwetlhwa ke go bona batho ba le bantsi mo toropong mme a bona go le botlhokwa gore a tle ka melemo ya gagwe go e rekisa gaufi le bone. A re o rekisa melemo e tshwana le monepenepe, o a reng o dirisiwa go tlhatswa madi; mbenganyo, o o nowang ka tee, le one e le wa madi; le mochijana, o a tlhalositseng fa o dirisiwa go alafa popelo. A re melemo ya gagwe o e epa mo nageng mme o ne a tlhalosa gore go tsile jang gore e nne ngaka. A re e ne e le pitso morago ga gore a tlhagogelwa ke bolwetse ka 2000, mo a neng a felela a sa kgone go itirela sepe. “Ke ne ke le molwetse fela wa dikobo mme ba kereke e ke e tsenang, tse ba di bitsang tsa semowa, ba tlhalosa fa kalafi e le gore ke dire se ke se bileditsweng,” ga bua Mme Phaladze. A re tiro ya gagwe o e dira ka botswapelo a itebagantse thata le go alafa malwetse a madi. Ditlhwatlhwa tsa melemo ya ga Mme Phaladze di simolola ka dipula tse tharo e le tsa molemo o o diretsweng ruri, mme e mengwe ke dipula tse di lesome go ya kwa godimo. Mme Phaladze a re ba na le diphuthego tse ba di tsenang e le dingaka, tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga mo mafelong a a farologaneng. A re ngogola phuthego ya go nna jalo e ne e tshwaretswe kwa Malatswai gaufi le Mmashoro. O tsweletse a re mo diphuthegong tseo, tse di tsenwang le ke badirela puso ba botsogo, banna le monyetla wa go supa melemo ya bone mo setshabeng. Go ya ka Mme Phaladze, Batswana ba kgatlhegela melemo ya Setswana mme a re mo letsatsing o kgona go bona bareki ba feta lesome. A re ba ka tswa ba okwa ke gore melemo ya gagwe e alafa malwetse a masesanyane fela, ga se e e dirisediwang go tsenya ope mo diphatseng. Mme Phaladze a re le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba go lebegang ba na le keletso ya go reka melemo mme ba tlhajwa ke ditlhong. “Kana melemo e re e rekisang e, ke e o e fitlhelang mo marekisetsong a tsa kalafi, a ka sekgoa a bidiwang di-pharmacy. Fela ka gore koo e abo e phuthetswe bontlenyane, Batswana ba bona go le botoka go reka koo,” ga bua Mme Phaladze. A re le fa a rotloetsa melemo ya setso, ga a kgale ka gope melemo ya sekgoa le kalafi ya teng. O ne a fetsa ka gore Batswana ga ba a tshwanela go latlha ngwao ka jaana e tshedisitse ba le bantsi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dintsho di a tshwenya Kgosi Olebogeng Puleng wa Motokwe mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re o tshwenngwa ke dintsho tsa baratani mo motseng wa gagwe tse a reng di kuketswa ke go iphetisa nnotagi. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Puleng a tlhalosa fa dintsho tse di ba tlhokisa boroko. Kgosi Puleng o tlhalositse fa matlhotlhapelo a, a okediwa ke go rekisiwa ga majalwa a setso a jaaka khadi ka go lebega ba rekisa pele ga nako e e beilweng. O supile fa ene le badiri ka ene bogolo jang ba sepodisi ba beile seemo se leitlho mme a kopa morafe ka kakaretso go ba ema nokeng gore maikaelelo a bone a nne le maduo. Mo go tse dingwe, Kgosi Puleng o supile fa bogodu jwa leruo, bogolo jang jwa marole bo atile. A re magodu ao a bolaya bommao e le tsela ya go leka go senya bosupi. A re seo ke matlhotlhapelo mo morafeng o o tshelang ka leruo. Mabapi le dikgang tse di amang metsi, Kgosi Puleng o ne a supa fa sediba se se nosang Motokwe se le fa gare ga motse ka jalo metsi a teng a se phepa go ka nowa ke morafe, mme a re go ka nna botoka fa puso e ka ba epela sediba kwa ntle ga motse. Kgosi Matausu Gaothuse wa Tsetseng le ene o tlhalositse fa kgang ya tlhaelo ya metsi e apesitse motse wa gagwe kobo ka letshoba ka jaana ba kgona go fetsa beke go ya go tse pedi ba ntse ba sena metsi. O tsweletse ka go supa fa se se ama le yone thuto ya bana ka ba patelesega go bowa kwa sekoleng fa go sa apewa. A re letlhoko le la metsi ga le a siamela botsogo jwa morafe ka bangwe ba felela ba tlhoka se ba metsang dipilisi ka sone mme ba felele ba dirisa metsi a a mo letsheng. Mo go tse dingwe, Kgosi Gauthuse o supile fa letlhoko la ditiro mo motseng wa gagwe e le bothata mo go felelang banana ba gobeya mo motseng go sena se ba se dirang ka jalo se se bake botlhokatsebe le gone go iphetisa nnotagi. Kgosi Gauthuse ka jalo o ne a rotloetsa banana go inaakanya le mananeo a puso a go itlhamela mebereko ga mmogo le gone go tsenelela metshameko e e farologanyeng e e ka ba thusang go itshetsa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bane ga a ipone tsapa Rre mongwe wa Lerala mo kgotlaneng ya Mathalagane ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go ka itirela ka diatla gore a kgone go oba letsogo le gone go tlhabolola fa a nnang teng. A re le fa ntswa puso e ntshitse mananeo a go ka thusa go nyeletsa lehuma mo Batswaneng se ga se ree gore ope yo o nang le bokgoni a phuthe matsogo fela a emele go fepiwa. Rre Kelefitlhetse Bane yo o dingwaga tse di masome matlhano le bosupa a re o sale a supa kgatlhego mo go rokeng a santse a le monnye e bile o supile gape fa a sa rutwa tiro eo ke ope. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kelefitlhetse o tlhalosa fa a ne a tsena mo kgwebong ya go roka dingwaga tse tlhano tse di fetileng morago ga go anywa botsipa jwa go roka mo go mmaagwe. Rre yoo o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ya go roka a e direla mo lwapeng. A re nako ya fa a simolola tiro ya go roka o ne a itirela fela mo lwapeng se e le nngwe tsela ya go intsha bodutu mme a sa bone fa se se ka fetoga go nna kgwebo. Rre yo o roka diphate ka dikgetsana tsa phaleche le tse di tsenyang bopi jwa borotho, o tsenya dibata mo marokgweng, o kgona le go fokotsa diaparo, o tsenya gape le dizipi. Gape o na le botsipa jwa go baakanya metshine e e rokang fa e sa bereke sentle. A re o kgona gape le go roka diaparo ka go farologana fela fa motho a itshegetse mosego o ene a o batlang. Rre Bane a re tlhwatlhwa ya diphate tsa gagwe e simolola ka masome a marataro le dipula go ya kwa go tse di makgolo a mabedi a dipula go tswa fela gore o batla ya selekanyo se se kae. O supile fa kgwebo e tsweletse sentle e bile batho ba supa kgatlhego e e kwa godimo tebang le se a se dirang ka go reka le go tsisa diaparo kwa go ene gangwe le gape. O tlhalositse gape fa lemmenyana le a le bonang le kgona go mo thusa go ora molelo wa mariga ene le ba gaabo. Mme fela a re kgwetlho e kgolo e a kopanang le yone ke ya letlhoko la lefelo le a rokelang mo go lone ka jaana mo nakong eno a rokela fa ntle mo lwapeng, selo se a boletseng se ka baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing. O kaile fa selo se, se ka seke se mo kgobe marapo ka a na le keletso ya go bona a na le lefelo le a tlaa direlang mo go lone. Le fa go ntse jalo Rre Bane o ne gape a gwetlha bao ba ba maoto a tshupa go itirela ka diatla gore le bone ba tle ba tokafatse matshelo a bone. economy_business_and_finance 3 ESP ke lenaneo la dingwaga tse tharo-Molao Lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) le tla a dirwa mo dingwageng tse tharo go simolola ka ngwaga wa kabo madi a setshaba wa 2016/2017. Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao, o buile jalo mo diphuthegong tsa dikgotla kwa Sebina, Nshakashogwe le Marapong ka Labobedi. A re lenaneo la ESP le diretswe go fefosa mananeo a a neng a tshwanetswe go ka bo a ne a dirilwe ka ditogamaano tsa ditlhabololo tse di fetileng mme ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo a seegelwa fa tlhoko. O ile a tlhalosa fa seo se sa reye gore mananeo ao otlhe a tla dirwa, mme fela go tla nna go tlopolwa fale le fale ka le yone itsholelo ga e gole ka selekanyo se se neng se akanyeditswe sa bone mo lekgolong (4 per cent) e santse e le kwa tlase thata ka selekanyo sa 2.9 per cent. Rre Molao a re mo ESP go solofetswe go atolosa kokelwana ya Sebina le go tsenya dingwe tse di neng di seyo mo go yone le go baakanya dikole. O ne a ba gwetlha go nna pelotelele ka sejo sennye se sa fete molomo,a bo gape a kopa bomme go ipopa ditlhopha gore ba tle ba kgone go akola madi a a tlang ka lephata la Gender Affairs a le one a le mo thulaganyong ya ESP. Rre Molao a re go bo a rotloetsa gore ba nne ditlhopha ke gore fa ba le ditlhopha bontsi bo tla kgona go akola mme fa mongwe le mongwe a ka leka go ikemela ga se botlhe ba ba ka atlegang, a gatelela ka gore wa o esi ga o ele. O tsweletse a bolela fa lephata la thuto le tlhabololo dikitso le ne la dira tlhulaganyo ya gore banana botlhe ba ba neng ba seka ba dira sentle kwa dikoleng ba ruthuntshiwe ditiro tsa itshetso ka thulaganyo ya target 20 000. Banni ba metse eo ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke bogodu jwa leruo jo bo diregang bosigo le motshegare mo kgaolong ya bone. Ba re bone ba ne ba solofetse fa ESP e ba tsholetse kago ya diofisi tsa mapodisi,kopo e ba tswang kgakala ba lela ka yone. Rre Zibiso Botsoma wa Sebina a re motse wa Sebina o di goga kwa pele ka dikgang tsa borukutlhi le dipolaano tota,a re a puso e leke go potlakela seemo seo sa kago ya diofisi tsa sepodisi. Rre Ebeza Gasha a re mananeo a puso e a dirang ekete a naya bomme tshiamelo e ntsi gona le borre,a a fa sekai ka la Gender Affairs le gotweng bomme ba nne palo e ntsi, borre ba seka ba feta bongwe. Rre Gasha o ne a ngongorega ka diphologolo tse di neng di sa tlhwaelesega mo kgaolong ya bone di tshwana ditlou,a re matimela ga se a dikgomo fela a ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba phuthe matimela a bone ka bone ga ba kake ba kgona go tshela le tsone. Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Molao o ne a bolela fa bomme e le bone ba tshabelelwang ke lehuma thata gona le borre a re ka mananeo ao ke go leka go ba tsholotsa. O ne a bolela fa go tla agiwa diofisi tsa lekgotla la ditsheko tsa ga mmakaseterata kwa Tutume le Nata mo bogaufing go leka go suteletsa ditlamelo kwa bathong. O tsweletse a bolela fa kopo ya bone ya go agelwa diofisi tsa sepodisi e le thulaganyo e e teng mme e santse e tshwere ke letlhoko la madi. A re ba le te ka tsholofelo ya gore motlhang madi a nna teng e tla nna nngwe ya mananeo a a beilweng leitho. society 9 Mokhanselara o kgala batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana Mokhanselara wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare o kgadile batsadi ba banana ba ba ikgatholosang boikarabelo jwa go tlhokomela bana. Mo potsolotsong le A re go ngomola pelo le go feta ka yone paka e e tsenang ya mariga ka jaana bontsi jwa bana ba tlaa bo ba tshwanelwa ke go ya sekoleng ka kapari e e makgasa e bile bangwe ba sena dijesi. Rre Monare a re diemo tsa mofuta o, di na le seabe se segolo mo go sa direng sentle ga bana mo dithutong. A re go bokete gore ngwana a reetse morutabana ka tlhoafalo a sitwa gongwe e bile a sa rwala le ditlhako. “Banana okare ba tlhabelwa ke ditlhong bana ba bone, mme kana bana ba ke mpho e kgolo go tswa kwa motlhoding wa lefatshe ka jalo re tshwanetse ra ba rata, ra ba tlhokomela le gone go ba neela thotloetso e e maleba, bogolo jang mo dithutong tsa bone ka jaana thuto e le yone boswa jwa bone ba ka moso,” ga tlhalosa Rre Monare. Rre Monare a re bangwe ba bone batsadi ba, ba kgona go tlogela bana le basadibagolo mme ba ye go nna kwa ditoropong ba tshela sentle bana bone ba sotlega. A re selo seo ga se go sotla bana fela mme ba a bo ba sotla le bone batsadi ba bone tota. Fa a mo tlatsa, modulasetilo wa mokgatho wa dijanaga tsa Mazda mo Palapye, Mme Grace Rauwe le ene o ne a supa gore nako e tsile ya gore mongwe le mongwe a emele ngwana wa gagwe ka dinao. “Bogologolo go ne go itsege sentle gore bontle jwa motsadi bo bonelwa mo ngwaneng ka jalo nako e tsile ya gore rotlhe re tsee maikarabelo a bana ba rona. A re boeleng kwa marakanelong a ditsela re beeleng ditlhong kwa tlhoko mme e re fa re sena sengwe re kope dithuso mo go ba bangwe. “Go a swabisa go bona batsadi bangwe ba phatsima mme bana ba bone ba ntse basetlha. A re tseeng boikarabelo re emele bana ba rona ka dinao,” ga tlhalosa Mme Rauwe. Le fa go ntse jalo, Rauwe o ne a re e le ba mokgatlho wa Mazda, ba tlaa tswelela ba thusa ba ba ’kobo dikhutshwane ka lemmenyana le ba ka le kgonang. Mo moletlong wa letsatsi, ba Mazda ba ne ba abela bana ba le 27 dipaka tsa sekole tsa mariga, ditlhako le dikausu ba bo ba itlama gore ba tlaa ba rekela maratshe a ditlhako le poletshe e ntsho e ba tlaa e tshasang mo ditlhakong tse ba di abetsweng gore di seka tsa senyega ka pele. education 4 Se monate se ingwaelwa Banana ba Serowe le metse e e mabapi ba gakolotswe go nna le boikarabelo. Mafoko a, a builwe ke moemedi wa banana wa lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho la IEC, Rre Ofentse John, fa a ne a buisa banana kwa letsholong la go fokotsa dino, le rulagantswe ke lephata la botsogo. Rre John o boleletse banana gore ka e le bone isago ya lefatshe leno, ke bone ba tshwanetseng go bona gore ba dira dilo ka fa tshwanelong. A re banana ba saletse morago mo mererong ya go tlhabolola matshelo a bone le gone go tlhopha tota. O ne a tlhalosa gore ke bone fela ba ka bonang gore ba a tlhopha mme ba tsenya puso e e elediwng ke bone mo setilong gore matshelo a bone a tle a tokafale. A re go le gantsi banana ba iphitlha ka monwana, ga ba tswele kwa ntle go tsaya boiakarabelo mme fa ba tswa fa ba supa bagolo ka menwana. Rre John a re ikwadisetso ditlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe yo o nang le dingwaga di le lesome le boferabobedi go ya kwa godimo e bile a na le karata ya Omang yo o mo tirisong. O kopile banana go dirisa sebaka sa poeletso ikwadisetso ditlhopho, a tlhalosa fa e le yone nako ya go ikemela ka dinao, gore ba tle ba tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo. Mo go tse dingwe, Rre John o ne a kopa banana ka ene go emisa nnotagi gore ba tle ba kgone go tsaya disthwetso tse di maleba. A re ditshekatsheko di supile fa banana ba le bantsi ba ikaegile thata ka nnotagi mme ba felele ba tsenwa ke malwetse kgotsa ba le kwa dikgolegelong. Letsholo leo la twantsho dino le ne le tsenwe ke maphata ka go farologana mme botlhe ba gakolola banana go tsaya kgato. BOKHUTLO politics 7 Dipompo di tlaa tswalwa Mogolwane mo lephateng la koporase ya metsi ya Water Utilities, Mme Goitseone Dialwa o gakolotse banni ba Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume gore dipompo tsa metsi tsa setshaba di tla tswalwa mo bogaufing. Mme Dialwa o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Makuta ka Labobedi. Mme Dialwa o kopile banni botlhe ba ba senang dipompo mo malwapeng go tlisa dipampitshana tsa ditlankana tsa malwapa a bone le meriti ya bo Omang gore ba tle ba fiwe dikarata go kgona go dirisa metse. O tlhaloseditse banni fa dikarata tseo di tla a bo di sa kwalwe maina a modirisi, ka jalo fa e ka latlhega ba tshwanetse go itsise ba lephata la metsi go e emisa. Mme Dialwa a re dikarata tseo di tla a bo di dirisiwa fela jaaka tsa motlakase, mongwe le mongwe o itsenyetsa madi mo teng. O tlhalositse fa ba tla boa gape go tla go ba abela dikarata, go ba supegetsa le go ba tlhalosetsa gore di bereke jang e bo e le gone koporase e ka tswalang dipompo tsa setshaba. Le fa go ntse jalo, Kgosi ya Makuta Kgosi Khimbini Moalosi o ngongoregile ka ditlhabololo tsa motse oo, a tlhalosa fa di le bonya, e bile ba sena le yone ofisi e ba direlang mo go yone. O tsweletse a re yone kgang ya dikarata tsa dipompo ga e a siama ka batho ba sa lekane e se meno. A re fa ba koporase ya metsi ba boa gape o tla ba botsa gore ba ba sa kgoneng go duelela metsi baya go dira jang ka bone. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a kopa go thusiwa ka ditlhotlhomiso Mapodisi a Moshupa a kopa setshaba, segolo jang babereki ba madirelo a paakanyo ya dikoloi go ba thusa go tshwara mokgweetsi wa koloi e e thudileng ya ba ya baka loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotleng ya Jerusalema mo Moshupa. Ass supt Joel Sebotho o buile mo potsolosong bosheng gore mokgweetsi o ne a inaya naga morago ga tiragalo eo. A re setshaba se ka ikgolaganya le mapodisi ape fela a a gaufi fa go nale yo ba mmelaelang. Rre Sebotho o tlhalositse fa ba ne ba amogela pego ka mofeti le tsela ka phirimane ya letsatsi la Matlhatso fa monna mongwe a rapaletse fa gare ga tsela ya A10 kwa kgotleng eo. A re mapodisi a ne a ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ba feta ba tsaya rre yoo ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng ya Sabata mo Moshupa kwa ngaka e fetileng ya tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse. Rre Sebotho otlhalositse gore ba itemogetse fa dikotsi tsa tsela ya A10 di ile magoletsa, ka jalo o kopile ba-tsamaya ka dinao ga mmogo le bakgweetsi go nna kelotlhoko fa ba e dirisa. Rre Sebotho a re tsela eo e dirisiwa ke bakgweetsi ba ba farologanyeng mme a re o itemogetse gore bangwe ba feta ka lebelo le le kwa godimo le ntswa tsela e ralala motse, selo se se felelang se baka dikotsi. Rre Sebotho o kopile bakgweetsi go nna podi matseba ka dinako tsotlhe fa ba dirisa tsela. A re seo se ka boloka matshelo a bone le a Batswana ka kakaretso. O boletse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse mme maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe. crime_law_and_justice 1 Morafe wa Lecheng o lela ka borukutlhi Banni ba Lecheng ba re ga ba jesiwe diwelang ke borukutlhi jo bo diriwang ke bana ba bone. Ba ikuetse jalo mo go mothusa ramapodisi wa Palapye yo o itebagantseng le tsa borukutlhi, Assistant Superintendent Molly Lebala mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mapodisi le morafe kwa Lecheng bosheng. Ba re matshwenyego a bone a matona ke borukutlhi jwa dipolaano tsa baratani, go thubetsa masea le bagolo, go amoga batho dithoto le go thuba matlo go tsewa dithoto le bogodu jwa leruo. Banni ba ne ba ikuela mo mapodising gore ba ba thuse seemo seo, ka gore ba setse ba nna ka letshogo, e bile magodu a ba busetsa kwa morago fa ba leka go bereka gore ba seka ba wela mo lehumeng. Mme Lebala o tlhalositse fa go supega fa dikgang tsa borukutlhi di tshwenya, bogolo thata go thujwa ga matlo go bo go utswiwa. O ne ba tlhagisa gore go reka dithoto tsa bogodu ke molato. A re batho ba itse gore dilwana di rekwa mo madirelong, e seng mo bathong ba ba tsamayang mo mebileng. Mme Lebala o ne a bolela gore melato ya go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagolo, go tlhodia ka diletso mo motseng le go goga kana go nwa diritibatsi e metona. A re borukutlhi jo bongwe ke jwa go kgweetsa motho a sena setlankana. O tlhalositse fa mo dikgannye tse dingwe, mapodisi a kgona go atswa ba ba lomang tsebe. Mokhanselara wa kgaolwana ya Lecheng/Malaka, Rre Charles Mabjweng o ne a kopa mapodisi gore ba seka ba rothisa mmutla madi fa ba lomilwe tsebe. O ne a kopa gore diofisi tse di agilweng mo kgotleng ya bone di tsenngwe mo tirisong ka gore ga di bolo go fela. Rre Mabjweng a re tiego e ka nna ya dira gore go tle go lemogwe diphoso tsa moagi morago ga nako e a e fiwang go ka baakanya diphoso le setse le fetile. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bakwena ba itlhokoletsa boipuso Mothusa molaodi wa kgaolo ya Molepolole-Lentsweletau Mme Ikgopoleng Lekoape o gwetlhile Bakwena go nna seopo sengwe, ba ipaakanyetse ipelo ya boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Fa a a rola pego ya tse di tshwanetseng go dirwa mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, Mme Lekoape o tlhalositse fa go tlhomilwe komiti ka fa tlase ga lephata la banana metshameko le ngwao e e bidiwang Botswana 50th Anniversary, e e leng yone e tlaa hesang mananeo a a tshwanetseng go dirwa. O tlhalositse fa ntle le ipaakanyetso boipuso, komiti e e lebagane le ponelopele ya 2016, go netefatsa gore go kgonnwe eng, jang le gore tse di sa kgonwang go ka dirwa jang. Le fa go ntse jalo, Mme Lekoape o tsweletse ka go tlhalosa gore Bakwena ba tshwanetse go ela tlhoko ditso tsa bone go sekaseka gore ke dife tse di ka dirwang go ipela e bile di supa ditso tsa Setswana bogolo thata tsa Bakwena. Mme Lekoape o gwetlhile makalana ka go farologana, le batho ka bongwe go tsaya karolo mo dipaakanyong tse, le go supa seabe se ba tlaa nnang le sone. O ne a fa sekai ka gore mongwe o ka nna le seabe sa go ntsha dijo, a tlatsa ka gore le fa puso e nna le seabe, morafe le one o tshwanetse wa tsaya maikarabelo go itlaletsa. E re a ntse a tsweletse, Mme Lekoape o ne a nankola mafelo mangwe jaaka Dithubaruba, Ga Mmakgosi gore a tshwanetse a baakanngwe a tsenngwe mo seemong se se kgatlhisang ka e le mangwe a mafelo a a supang ditso tsa Bakwena, le go oka bajanala. Mme Lekoape o ne a gwetlha Bakwena go iketleeletsa go tsena diphuthego tsa go baakanyetsa boipuso go tla go amogana megopolo ka ditso le tse di ka dirwang, a re bodiredi bo le nosi ga bo kake ja kgona. E rile a tswa la gagwe, Kgosikgolo ya Bakwena, Kgari wa boraro a tlhalosa fa puso e ntshitse madi a a tlaa thusang mo dipaakanyong a P250 000. O ne a nankola nngwe ya ditiro tse madi a a ka thusang mo go tsone, e leng go taka difalana go thapilwe ba ba nang le boitseanape jwa go kgabisa ka go taka. Kgari o ne a bolela gore ntle le go taka go setse go rulagantswe go shafadiwa ga malwapa a a mo kgotleng kgolo. Kgosi o ne a rotloetsa botlhe go nna ba tsaya karolo mo dithulaganyong tsotlhe tse di beilweng gore ba nne le seabe mo ipelong ya lefatshe ya dingwaga tse di masome a matlhano. E re go eme jalo, ntle le go baakanyetsa boipuso, go tlhalositse fa go tshwanetse ga ipaakanyediwa gape le molelo wa kgolagano o e tlaa reng ka kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo wa bo o goroga mo kgaolong ya Kweneng kwa motseng wa Kgope go tswa Kgatleng. Go tlhalositswe fa go tshwanetse go baakanyediwa tsela ya go amogela molelo o, go ipelwa jaaka e le nngwe tsela ya go goroga kwa ipelong ya boipuso, go gatelelwa le ntlha ya gore banni ba tseye karolo. Go tsweletse ga bolelwa gore molelo o wa kgolagano, o tlaa goroga mo motseng mogolo wa Bakwena-Molepolole kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le motso mme o nne go fitlhela e tlhola lesome le bone. Go ne ga supiwa sehikantswe sa molelo se se agiwang mo kgotleng, le mokgabisa wa ditlhaka tsa BOT50 tse di setseng di agilwe, gotwe setshaba se di babalela gore e nne tsa sennela ruri. Fa ba fiwa sebaka sa go akgela le go ntsha megopolo mabapi le go ipaakanyertsa go amogela molelo wa kgolagagno le boipuso, mongwe wa banni Rre Edwin Keautlwe yo o neng a itshupa fa a le mo komiting ya go baakanyetsa boipuso, o ikuetse mo bodireding go nna ba lekola dikomiti tsa baithaopi le go di thusa ka tse ba di tlhokang. Rre Boiki Sibisibi ene o ne a kopa badirgatsi ba ba tlholegang mo metseng ya Mokwena go ikitaa ka thupana go nna le seabe. Rre Sibisibi o ne gape a kopa gore mo meletlong e ya go amogela molelo wa kgolagano le ipelelo boipuso, go thapiwe dikomponi tsa banana ba ba nang le boitseanape, e le ba mo gae go ba rotloetsa, gape e le ntlha nngwe ya go tsaya karolo mo ditirong tse. BOKHUTLO politics 7 Bakhurutshe ba dumalana seelo sa bogadi E rile bosheng Bakhurutshe kwa Tonota ba dumalana gore seelo sa bogadi mo morafeng wa bone ke dikgomo di ferabobedi mme ga go reye gore fa motho a sa kgone go ntsha dikgomo di ferabobedi a seka a nyala go raya fela gore go itsiwe gore motho o felela fa kae fa a ntsha bogadi. Fa a bua mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Tonota, Kgosi Ramosenyi Radipitse o tlhalositse gore go goleng ga gagwe o fitlhetse seelo sa bogadi e le dikgomo tse pedi mme tsa nna tsa tsholetsega le dingwaga go fitlhelela di tshwara borataro mme a supa fa a eletsa gore Bakhurutshe ba ka tswelela ka seelo sone seo sa borataro. E ne e rile go le pele banni ba ntsha maikutlo a bone, Rre Kedumetse Selogelo a dumalana le palo ya borataro a tlhalosa fa nyalo e le botsalano e seng papadi ka jalo a bolela gore ene o dumela fa palo nngwe le nngwe ya dikgomo e siame. Kgosi Pogiso Sekoko ene o tlhalositse gore go nne le seelo mme e bile se seka sa farologana le sa merafe e mengwe. E ntse e le mo phuthegong eo, morafe o ne wa amogana megopolo ka nako ya go jesa letlhaka. E rile a tswa la gagwe, Rre Lekopanye Moreri a tlhalosa fa ene a bona go le botoka gore kgosi e nne ene a rebolang batho go bulela leruo go ja masalela a thobo mme a supa fa kgwedi ya Phatwe e le yone e e maleba go ka dira jalo. Rre Kedumetse Selogelo ene o supile fa a sa dumalane le mogopolo wa gore go rebolwe go jesa letlhaka ka a re o tshwenngwa ke gore fa go ka dirwa jalo batho bangwe ba tlaa senya diterata tsa masimo a ba bangwe ba bo ba tsenya leruo la bone gore le je masalela a thobo. Rre Mogae Sebina o boletse gore leruo le jwala mhero ka jalo go le bulela go ja letlhaka nako e le nngwe go ka se berekele bangwe ka ba lema lablab e e sa goleng.BOKHUTLO society 9 Ipelegeng e ntlafatsa Mosolotshane Banni ba Mosolotshane kwa kgaolong ya Legare ba amogetse lenaneo la Ipelegeng ka atla tsoo-pedi e bile ba le dirisa go tlhabolola motse le matshelo a bone. Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Olebogile Gasebonwe mo potsolotsong bosheng. Rre Gasebonwe a re fa e sale Ipelegeng e simolodisiwa mo motseng wa bone, go nnile le diphetogo tse di itumedisang mo matshelong a banni. A re bangwe ba le dirisa go tlamela malwapa a bone ka go tsenya bana dikole le go tokafatsa diemo tsa fa ba nnang teng,. Mo go tsa tlhabololo ya motse, Mme Theresa Ramashabane, yo e leng mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo, o boletse fa bophepa jwa motse bo tsholetsegile ntateng ya babereki ba Ipelegeng ba ba tlhapiwang go kgaola tlhaga, go sela matlakala le go fokotsa dikgwa ka go rema ditlhare. O ne a tlatsa ka go re motse wa bone o tlhomagantse gabedi go tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanyong tsa bophepa mme ba ikgapela kopi, setlankana le madi a a neng a dirisiwa go tsenya matshwao a tsela a a supang kwa lehuti le letona la matlakala le teng. Mme Ramashabane a re mo nakong ya gompieno babereki ba Ipelegeng ba dirisiwa go aga matlwana a boitiketso kwa mabitleng le go katolola letamo la motse le le neng le katesegetse, a tswelela ka go re le dirisiwa go nosa loruo le go thusa baikopedi ba dihutshane tsa nyeletso lehuma le go nosetsa ditshingwana tsa merogo. Le fa go ntse jalo, baokamedi ba ba Ipelegeng ba lela ka matshwenyego a batho ba ba latlhelang matlakala gongwe le gongwe ntswa Green Scorpion e boloditse letsholo la go ruta ka mekgwa e e siameng ya go latlha matlakala. Matshwenyego a mangwe ke a batho ba ba tlogelang tiro mo tseleng ba sa laela, mo a supilweng fa go sa siama ka motho wa go nna jalo a sa bone dituelo tse di tletseng mo go sa mo solegeleng molemo ka gope, le go thibela bangwe ba ba kabong ba berekile diphatlha tsa mmereko. Selelo se sengwe ke sa babereki ba ba sa batleng go laolwa mo tirong, le ba ba kgokgontshang bahiri ka mafoko ka nako ya phiro ba re go hirwa ka losika le botsala mo dikgang tsa teng di kgonang go goroga kwa go kgosi. Mme Ramashabane o rotloetsa banni ba metse e mengwe go dirisa Ipelegeng go phepafatsa metse, a supa fa bophepa bo tla pele e bile bo tsamaelana le botsogo jo bo tlhapileng, a wetsa ka go kopa babereki go emisa mokgwa wa go tlogela tiro mo tseleng ka go sa thuse go tokafatsa matshelo a bone. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Tsietsego Molefhi wa Mosolotshane a re motse wa gagwe o aperwe ke borukuthi jo bo dirwng thata ke banana. Kgosi a re borukutlhi bo godisiwa ke bojalwa jo bo nowang phetelela, bogolo jang khadi le a mangwe a masesanyane, mo go bakang go thuba ga matlo, dintwa le dipolaano, a supa fa go setse go nnile le dipolaano tse tharo tse di diragaletseng kwa mafelong a thekiso ya bojalwa. ‘Bogodu jwa loruo le jone bo bontsi thata, bogolo jang dihutshane,’ ga bua kgosi a tlatsa ka go re bo okediwa ke gore dihutshane ga di jesiwe omang jaaka dikgomo, mme go nne thata gore di kaiwe ka go dirisiwa matshwao a a tshwanang. Motse wa Mosolotshane o na gape le letlhoko le lentsi la metsi, le go ya ka kgosi le okediwang ke go senyega ga dipompo tse di nosang setshaba ka bontsi jwa banni ba sena dipompo ma malwapeng. A re mo nakong ya gompieno go bereka tse pedi fela, mo go bakang gore go tsamaiwe sebaka se seleele go tshwara dikhilomithara tse tlhano go gelela metsi, mo godimo ga moo go nne le mela e meleele ka banni botlhe ba kgobokanela koo mme go tsee dioura di ka nna tharo motho a ntse a fodile. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Masisi o kopela Makgato tlhopho Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kopile banni ba Chadibe le Borotsi kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami go tlhopha ntlhopheng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party, Mme Dorcas Makgato, ka a romega e bile a le tlhaga. Fa a bua mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Borotsi ka Labotlhano, Dr Masisi o boletse fa Mme Makgato a le tlhaga mo tirong ya gagwe, ka jalo go tlhokega gore a ye palamenteng go tsweledisa mosepele wa ditlhabololo. A re Mme Makgato o itse dikgwetlho le matshwenyego a batho ba kgaolo eo mme e bile o mo tshepha gore o ka isa kgaolo eo kwa godimo. O tlhaloseditse banni ba metse eo fa a itse ka letlhoko la bone la ditsha le metsi mme a ba solofetsa fa tseo ba tlaa di bona mme a ba rotloetsa go somarela metsi. Tautona Masisi a re pathi ya BDP e ikemiseditse go tokafatsa botshelo jwa Batswana mme jaaka moeteledipele wa pathi eo, o ya go loisa itsholelo gore dikokomane tse di tlang di kgone go nna le ditsha. A re o ya go bereka thata a tshwaragane le makhanselara, mapalamente, bo tona ba maphata le motsamaisa dipuisano tsa palamente go fetola botshelo jwa Batswana go nna jo bo eletsegang le go ntsha maduo. Tautona Masisi a re mme o ka kgona fela fa banni ba kgaolo eo ba ka tlhopha Mma Makgato le mokhanselara wa kgaolwana ya Chadibe/Borotsi/Mathako, Mme Mummy Gaebolae. Dr Masisi a re pathi ya Domkrag ke pathi ba Batswana botlhe mme e bopilwe go kopanya merafe yotlhe ya Batswana. A re ke pathi e e ikaegileng ka ngwao ya therisanyo le gore mmualebe o bua la gagwe. A re pathi eo e bopetswe mo maikanong a go isa morero kwa Batswaneng, a tlatsa ka gore e tlotla molao motheo wa lefatshe le wa pathi. Tautona a re melao e mebedi e ke yone e mo tsentseng mo setilong sa botautona. Tautona Masisi o rotloeditse madomi go ema kgatlhanong le dipathi tsa kganetso, a tlatsa ka gore fa ba ka tlhopha diphathi tsa kganetso ba ya go tshelela mo kgobedung ngwaga tse tllhano. A re batlhophi ba botse dipathi tsa kganetso gore ba ya go direla setshaba eng. Fa a tswa la gagwe, Mme Makgato o boletse fa Tautona Masisi a setse a itshupile gore o ka isa lefatshe la Botswana kwa pele. A re tautona o kgatlhanong le tshenyetso setshaba mme palamente e ne ya kgona go fetisa molao gore baeteledipele ba supe dithoto tse ba nang le tsone. Mme Makgato a re Tautona Masisi o bone fa lefatshe leno le tshwanelwa ke go nna le botsalano le mafatshe a mangwe gore le kgone go anya dikitso le botsipa mo mafatsheng a mangwe go tlhabolola lefatshe leno, ka jalo o tsweletse ka go etela mafatshe ka go farologana go dira botsalano go tlhabolola botshelo jwa Batswana. A re Tautona Masisi o na le morero le batho ka jalo se se dira ledula le thokgamo mo lefatsheng leno. Mme Makgato o tsweletse ka gore Dr Masisi o tokafaditse melao gore Batswana ba kgone go itshetsa ka dikgwebo tsa bone. Moeteledipele wa ipapatso wa BDP, Mme Tebelelo Seretse, a re dipathi tsa kganetso ga di bue boammaaruri mme a rotloetsa banni ba kgaolo eo go di itlhokomolosa. A re Madomkrag ba tswelele ka go tsamaya mo motheong wa phathi ya bone. A re dikgang tse ba tlang ka tsone tsa koketso ya madi a bagodi le dikamogelo ga se boammaaruri ebile di ya go dira koketso ya ditlhwatlhwa. A re dipathi tsa kganetso ga di na lenaneo le le tsepameng la ditogamaano gore ba kgone go dira ditsholofetso tsa bone mo kgweding tse di lesome le bobedi jaaka ba bua. Mme Seretse a re go santse go sena phathi e e itekanetseng go tsamaisa puso ntleng le BDP. politics 7 Tau e senang seboka e siiwa ke none e tlhotsa E re ka go twe bana ba kgwale ba bitsana ka molodi, Batswana ba bone gore ba boele kwa marakanelong a ditsela go ipatla le go ipatlisisa go bona gore ke ba dire jang gore ba boele mo ngwaong. Mafoko a, a builwe ke motlhatlhelela dithuto tsa puo kwa mmadikole, Professor Thapelo Otlogetswe fa a simolodisa semmuso letsatsi la ngwao le go bula semmuso kgotla kwa sekoleng se segolwane sa Masilo ka Labone kwa Molepolole. Professor Otlogetswe a re fa go buiwa ka ngwao, go buiwa ka kapari e e tshwanetseng, puo, maitsholo le dijo tse di supang tshaba fa e nankolwa mo go tse dingwe. Mme ka jaanong tshaba ya lefatshe leno ka bophara e lemoga fa e fapogile mo seporong ka ngwao ya Setswana e e tsenetse ka ga reitse, ke ka moo ba ba tshwenyegileng ba batla go ikgata motlhala. Professor Otlogetswe a re ga se molato wa bana go bo ba sa itse ngwao, a supa batsadi ka monwana fa e le bone ba ba bakileng seemo se go iphitlhelwang go le mo go sone. O tlhalosa fa e rile mo go amogeleng thuto ga Batswana, ya bo e nna ‘nna ga ke batle ngwanake a bua Setswana’. Professor Otlogetswe a re mathata a Batswana ba a dirileng ke go tloga ba itsa bana go tshameka le bana ba ba buang Setswana ba bo ba nna fa pele ga thelebishine e e buang sekgoa ba bo ba rutwa gore go bua Setswana ke go tlhoka thutego. Ka jalo o kopile gore bana ba rutwe go bua sekgoa ka botswerere mme ba sa se tlhakanye le Setswana, a tlatsa ka go re, ‘puo ke yone e e re tlhalosang go feta sengwe le sengwe’. O bile a gatelela gore Motswana o ka itlhabolola a bo a gola ka puo ya Setswana, ke ka moo a rotloeditseng botlhe go tlhoafalela go rotloetsa Setswana ka bophara jwa sone ka go twe tau e senang seboka e siiwa ke none ga e tlhotsa. A re bana ba tshwanetse go rutwa gore go na le ditiro tse di tlhokang kitso e e tseneletseng ya Setswana le ngwao jaaka bobega-dikgang, boranodi kwa dikgotleng tsa ditsheko, bongaka, bolemisi le tse dingwe. O kaile fa motho a ka dirisa gape kitso ya ngwao go dira kgwebo go itshetsa, mme metlhala e ya khumo, e seka ya ya go batlwa kwa mafatsheng a sele ka e ka bonwa mo ngwaong ya Setswana. Morutabana e bile e le morulaganyi wa tiro ya letsatsi, Rre Kabelo Taukobong a re kgotla e e neng e simolodisiwa semmuso e agilwe ka go itemogela fa boitsholo jwa bana mo dinakong tsa gompieno bo fetogile. A re ba tsere kgato e le borre gore ba kgone gore mo dingwageng tse di tlang ngwana wa mosimane a itse boikarabelo jwa gagwe mo setshabeng gore e re kamoso a sireletse wa mosetsana. Ka jalo go tlhomilwe gore Laboraro mongwe le mongwe ke letsatsi la kgotla, go bua ka tse di amang baithuti le dithuto tsa bone go tokafatsa maduo. Kgotla e na le kgosi, mothusa kgosi, boralekgotla, bakwaledi e le bana ba sekole. Moithuti yo e bileng e le ralekgotla, Emmanuel Ontshotlile a re o itemogetse gore fa e sale kgotla e dirwa, botlhoka-tsebe mo sekoleng bo fokotsegile. BOPA education 4 Dikgakolo di thusa go ntsha thobo e ntsi Go diragatsa dikgakololo tsa lephata la temo-thuo go ka thusa go ntsha thobo e e botoka. Go tlhalositse jalo Mme Gothata Radithongwa yo e leng molemi kwa masimong a Setatse gaufi le Palapye. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Radithongwa a re lelwapa la gagwe le tlaa ora wa mariga selo se a supileng fa se kgonagetse ka go bo a ne a tsaya ka tsoopedi dikgakololo tsa lephata la temo-thuo go tlhabolola temo go ntsha thobo e e nametsang. A re morago ga go utlwa ka methale e tshwana le go lema ka ditselana, go dirisa didirisiwa tsa segompieno tsa temo le go lema dipeo tse di tlhabolotsweng o ne a itoma molomo wa tlase gore o tlaa tshwanelwa ke go lekeletsa nngwe ya methale eo. Mme Radithongwa yo o dingwaga di masome a mane le bobedi a re morago ga gore letsema le bolodiwe ngwaga o o fetileng, o ne a eteletsa mothale wa go lema dipeo tse di tlhabolotsweng ko pele mo torong ya gagwe ya go ipona a akola letlhafula. E re ka go twe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, tshimo ya gagwe e phophoma ka mmidi o o nonofileng selo se a kaileng e le dintlenyane tsa go lema peo e e tlhabolotsweng. O kaile fa mmidi wa gagwe o o nang le dikgwedi tse pedi a o lemile a solofetse go o roba kgwedi e e latelang. A re se a se itemogetseng mo tshimong ya gagwe se supa tota fa dipeo tse di tlhabolotsweng di na le boleng mme ebile di le bogadi bo gaufi. Mme Radithongwa a re go tila go nna phokoje wa morago mo temong ya monongwaga o ne a lema morago ga dipula tsa ntlha di sena go phaila maikaelelo e le gore ba lelwapa la gagwe ba bone tse di yang maleng go sale nako. O supile fa go lema ka nako go le botlhokwa ka dipula mo bogompienong di sa ikanyege. BOPA society 9 Baithuti ba lebogela lenaneo Baithuti ba thuto ga-e-golelwe ba akgoletse puso go bo e ne ya tsaya tshwetso ya gore go nne le lenaneo la thuto ga-e-golelwe, ba supa fa le ba sologela molemo fela thata. Baithuti ba ga-e-golelwe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ntshitse bopaki ka thuto eo jaaka ba ne ba kokoane kwa motseng wa Mulambakwena ba le mo malatsing a go ipelela dithuto tsa bone. Ba boletse fa thuto ga-e-golelwe e ba ntsha mo lefifing la go tlhoka go itse go bala le go kwala, seemo se ba boletseng fa se bakilwe ke dikgwetlho le mabaka mangwe a botshelo. Ba re ba itumelela gore puso e ne ya lemoga seo, ka jalo ya simolodisa thuto gaegolelwe. Bangwe ba tlhalositse fa ba ne ba sa itse go bala le go kwala le one maina a bone, mo ba neng ba tshwaragana le bothata fa go tla nako ya gore ba bale sengwe kgotsa ba saene. Ba re e sale ba inaakanya le dithuto tseo jaanong bothata joo e setse e le selo sa maloba. Ba tsweletse ba re e re ka jaana thuto ga-e-golelwe e akaretsa le ditiro tsa diatla,ba setse ba itse le go dira ditiro dingwe tsa diatla, tse di kgonang go ba tlodisa melatswana e tletse. Moithuti Mme Chatiwa Lekgetho wa Mbalambi o ne a supa fa thuto ga-e-golelwe e mo ntshitse mo lefifing ka a setse a itse go ipalela le go kwala, morago ga tshokolo e a kileng a e ralala ka ntlha ya go tlhoka go itse go bala le go kwala. A re e ne re fa a amogetse lekwalo gotswa kwa posong a bo a tlamega go tlhotlhoma a ya go kopa bangwe go mmalela, a tlhalosa fa e ne e le botshelo jo bo neng bo sa mo jese di welang. Baithuti ba bangwe, Mme Chandapiwa Robson wa Mulambakwena le Rre James Kgopolo wa Francistown bone ba boletse fa jaanong ba kgona le go ipalela ditaelo fa ba filwe kalafi ke ba bongaka le ditaelo tsa ka fa didirisiwa dingwe di tshwanetseng go dirisiwa lego tshwarwa ka teng. Fa a bula semmuso kokoano eo bosheng, mookamedi wa pele wa lephata la Out of School and Education Training (OSET) Rre Thebenala Thebenala o ne a gwetlha baithuti go tshwara ka thata le go dirisa sebaka se ba se fiwang ke puso sa go ithuta go bala le go kwala ga mmogo le go inaakanya le ditiro tsa diatla, go leka go nyeletsa lehuma mo malwapeng a bone. O ne a ba gwetlha go dirisa tikologo e ba tshelelang mo go yone go itshetsa le ba malwapa a bone, a ba gakolola gape go nna ba anywa dikitso ka go farologana tse di ka ba thusang go tokafatsa matshelo. Rre Thebenala a re ba seka ba inyatsa ka gope mo botshelong mme ba somarele le go dirisa dithuto tse ba di fiwang go itshetsa le go itirela motlhala, a re ba itse fa go bona sebaka seo sa go ithuta e le mpho ya Modimo. A re ka dingwaga tsa bo 1980 fa go simolodisiwa lephata leo, 91% ya batho ba lefatshe leno e ne e le ba ba sa itseng go bala le go kwala mme mo pegong ya 2011 dipalo di ne tsa supa fa 91% ya batho ba lefatshe leno ba itse go bala le go kwala, a re kgatelopele eo e fa tsholofelo ya gore mo pegong e e latelang dipalo tsa batho ba ba itseng go bala le kwala di tla bo di le kwa godimo. Mogolwane gotswa mo lephateng la OSET, Mme Gloria Thagane o ne a tlhalosa fa beke ya baithuti ba ga-e-golelwe e ketekwa ngwaga le ngwaga, ka maikaelelo a go fa baithuti ba bontsi jwa bone e leng bagolo sebaka sa go kopana ba tla go ipelela dithuto tsa bone. A re malatsi ao a beke gape a fa ba-na le seabe sebaka sa go kopana go tla go neela baithuti maele ka go farologana. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart o ne a re o na le tumelo ya gore baithuti jaanong ba tla akanya go feta jaaka ba ntse ba akanya go leka go nyeletsa lehuma, a bo a ba tlhagisa kgatlhanong le go nna ba inaakanya le mananeo a a tshwanang mme ba itlhokomolosa a mangwe. A re ba seka ba inaakanya le go dira didirisiwa tsa bone ka nako ya beke ya ipelelo dithuto tsa bone fela mme seo e nne sejo sa bone sa letsatsi, le gore ba bapatse dithoto tsa bone le kwa mafelong a mangwe. Mokhanselara Smart a re o lemogile gore fa lephata la OSET le ka tsewa ka tlhoafalo, le ka dira ditso mo lefatsheng ka go ntsha batho bogolo jang bagolo mo lehumeng, a tlatsa ka go gakolola baithuti ba kgaolo eo go nna ba ya go tsaya malebela kwa go ba dikgaolo tse dingwe go oketsa kitso e ba nang le yone go isa kgaolo kwa pele. education 4 Kgosi o tshwerwe ka nama e e belaetsang Letsholo la sepodisi la KgomoKhumo le tsweletse ka go lwantsha bogodu jwa leruo. E rile bosheng, letsholo leo la tshegetsa kgosana wa tetlanyo le bana ba gagwe ba babedi ba basimane le mongwe yo go bolelwang a ne a ba rekisetsa kgomo kwa Tshimoyapula, go tlhotlhomisiwa mabapi le go fitlhelwa ka nama ya kgomo e go belaelwang e le ya letimela. Kgosana yoo, le bana ba babedi e bong Kgosietsile Mmmolayatsie, Thayamodimo Mmolayatsie le yo o neng a ba e rekisetsa e bong Thusego Keobonye ba paletswe ke go tlhalosa kwa ba tsayang nama teng. Kgomo e go bolelwang e le ya letimela e sale e nna kwa masimong a kgosana a Mongana go simolola ka 2006 e bile e setse e na le marole a le mararo. Mo potsolotsong le Mothusa Rramapodisi, Assistant Commissioner, Dipheko Motube yo o neng a le teng kwa lefelong la ditiragalo, o boletse fa mapodisi ba lomilwe tsebe ke bangwe mme ba ragogela kwa Tshimoyapula kwa ba fitlhetseng kgomo e builwe e bile dirwe tse dingwe jaaka mogodu le makgwafo ba di golotse ba di kaleditse mo setlhareng. Assistant Commissioner Motube o tlhalositse fa ba bone fa kgomo eo ba ne ba e gabolola tshipi go senya bosupi mme letlalo ba le epela. O supile fa ba paletswe ke go tlhalosa motlhala wa kgomo mme e rile mapodise a gatelela mo ditlhotlhomisong, kgosana a ipona molato a bo a dumela gore o dirisitse bana ba gagwe diphoso. Mongwe wa bana ba gagwe yo mmotlana go bolelwa fa a le mo Tirelo Setshaba mo kgotleng ya Tshimoyapula fa ba bangwe ba sa dire gope. Assistant commissioner a re ba tlaa tswelela ka go lwantsha bogodu jwa leruo, a tlhalosa fa ba simolotse letsholo kwa kgaolong ya borwa, ba etetse Kgatleng, Mokwena, Bobirwa le Tswapong jaanong ba mo kgaolong ya legare. A re magodu a leruo a tshwana fela le fa motho a thubile banka a bo a utswa mo teng ka gore kgomo ke yone banka ya Motswana. O ba rotloeditse go lesa go utswa dikgomo tsa batho tse ba di huhuletseng, segolo ba inaakanye le mananeo a puso go ithusa. crime_law_and_justice 1 Se lelekeng bahirisi-Tsogwane Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane o kopile beng ba mantlo go nama ba sa leleka bahirisi mo ka nako e e thata jaaka lefatshe le santse le sweleswetana le mogare wa COVID-19. O buile jaana ka Labone fa a amogela dimpho go tswa kwa bankeng ya ditlhabololo (NDB) le ba marekisetso a Options go ya kwa letloleng le le thusang mo makononokong a bolwetse jwa COVID-19. NDB e rekile dijo tsa P363 373 fa Options e rekile dijo tsa P300 000 ya ba ya ntsha kapari ya itshereletso. Rre Tsogwane o kopile gore beng ba matlo ba itshwarele bahirisi dikgwedi tse tharo fela. A re go botlhokwa gore fa beng ba matlo ba na le mathata ba ipulele go na le gore ba leleke batho mo matlong mo nakong e thata e. Rre Tsogwane a re segajaja sa COVID-19 se santse se le teng, ka jalo go botlhokwa gore go salwe ditaelo tsa ba bongaka morago. A re COVID-19 e ka fenngwa fela fa batho ba ka itibela, mme a re Botswana o kgonne go le gontsi ka go lwantsha segajaja se go gaisa le one mafatshe a a humileng tota. A re kwa mafatsheng a mangwe dipatela di a penologa lebakeng la mogare wa corona, a tlatsa ka go re Botswana ga a na thata ya go emelelana le seemo seo fa se ka goroga, ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba tswelele ka go itibela. Mothusa tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Dumezweni Mthimkhulu o lebogetse makalana ka go farologana go tswelela ba thusa ka gotlhe mo ba nang le gone. Rre Mthimkhulu a re esale jaaka go tlhangwa letlole la go inola Batswana mo manokonokong a COVID-19, o itumedisiwa ke gore makalana ka bontsi le Batswana ka kakaretso ba ntshetsa letlole leo dithuso. Mogolwane wa NDB, Mme Lorato Morapedi o ne a re e rile ha Tautona a tlhaba mokgosi a kopa dithuso, banka ya bona go le botlhokwa gore le yone e thuse. A re kwa NDB ba 102 fela mme ba kgonne go kgobokanya madi a go reka dijo tse di tlaa isiwang kwa letloleng la COVID-19. health 6 Re-a-Nyalana o fa seriti-Maele Tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele o lebogetse lenaneo la Re-a-nyalana go bo le tsisitse seriti mo banning ba metse ya Maunatlala, Seolwane le metse e e mabapi. Fa a bua ka letsatsi la Re a nyalana le le neng le tshwerwe ko Maunatlala ka Mosupologo, Rre Maele a re lenaneo leo ke mogopolo o montle thata o puso e o tseetseng ko godimo. A re Re-a-nyalana e tlaa thusa puso go lwantsha dikgang tse mo go tsone batho ba ba sa nyalanang bogolo jang bomme ba tseelwang dithoto. A re lelwapa ke lone motheo wa puso ya batho ka batho. A re pele dikgang di ya kgotleng di buiwa pele ko malapeng ka jalo lelwapa le botlhokwa fela thata. A re lefatshe leno le agilwe ka malapa. A re lelwapa le tsisa seriti mo banyalaning a tlatsa ka gore lenaneo la Re-a-nyalana le thusitse go fa bomme le borre ba ba ntseng ba nna mmogo seriti. O akgotse banyalani go bo ba ile ba tsaya legato go dirisa lenaneo le go itshwaraganya, a re le fa bangwe ba kgala mogopolo wa Re-a-nyalana, se ba tshwanetseng go se itse ke gore ba tshwana fela le ba ba ileng ba dira mekete fa ba nyalana. A re selo se se botlhokwa ke lenyalo eseng mokete, a tlhalosa fa ditlankana tsa bone di tshwana fela le ba ba ileng ba dira mekete fa ba nyalana. O ba gakolotse fa lenyalo le na le dikgwetlho tsa lone mme le tlhoka puisano le lorato go lwantsha dikgwetlho tse. Fa a tswa la gagwe Kgosi Sello Moroka wa Lerala a re o leboga ba Re-a-Nyalana, a re ba thusitse bogosi fela thata ka ba ne ba tshwaragane le namane e tona ya go seka dikgang tsa dithoto fa mongwe wa baratani ba ba nnang mmogo a tlhokafala. A re Re-a-nyalana o simolotse morago ga lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka dikgang tsa boitsholo jwa banana jo bo wetseng tlase le dikgang tse dingwe le le neng le eteletswe pele ke kgosi ya Kgosi Puso wa Batlokwa. A re nngwe ya dikgang tse di tshwenyang tse di supilweng ke lekoko leo ke batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a re go nna le tlhokakutlwisisanyo fa ba kgaogana kana yo mongwe a tlhokafala go lwelwa dithoto. O ile a rotloetsa bomme le borre ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go tsenelela lenaneo la Re-a-nyalana go tsena mo lenyalong. Mme Annah Morwaagole mongwe wa basemolodi ba lekgotla le , a re Re-a-Nyalana o tlaa thusa go busetsa serodumo sa lenyalo e bile o tla aga lefatshe leno. A re lenaneo le le fedisa lehuma la maikutlo mo malapeng ga mmogo le go thusa go emisa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS. A re lenaneo le le thusa gore bana ba seka ba amogwa dithoto tsa bone ke masika ntateng ya letlhoko la dipampiri tse di supang fa batsadi ba bone ba nyalane. A re seemo se se tsisa dikgwetlho mo pusong ka bana ba felela e nna batlhoki mme go tlame puso go ba tlhokomela. BOKHUTLO society 9 Mapodise a batla dirukutlhi kwa Mahalpaye Mapodise a Mahalapye a mo patlong ya banna bangwe ba e rileng bosheng ba tlhasela Rre Gaorutwe Lesetedi le mohumagadi wa gagwe kwa lelwapeng la bone bosigo. Mme Lesetedi o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore banna bao, ba ba neng ba le bararo ka palo, ba ne ba ba emetse mo kgorwaneng ya jarata bosigo fa ba ne ba tswa kwa madirelong a bone. A re e rile ba emisa koloi mo kgorwaneng ke fa mongwe wa magotswana ao a leka go bula lebati le le ka fa mokgweetsing, fa yo mongwe a bula le a neng a le ka fa go lone, mme ba kgona go tsaya kgetsana ya madi a a fetang dikete tse tharo tsa pula. A re dirukutlhi tseo, tse di sa ntseng di tsene ka lenga la seloko, di dirisitse sengwe se se bogale go tlhaba monna wa gagwe ka fa tlase ga lengole, mme a bolela fa a sidilega ka bonya kwa lwapeng. E re dikgang di eme jalo, kgosana ya Otse kwa kgaolong ya Shoshong, Rre Boithamako Keipone, o boletse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mmaetsho Botlogile Tshireletso fa ba tlhokisiwa boroko ke banana ba ba tsweletseng ka go betsa batho masigo, go betelela, go kgothosa batho dithoto tsa bone le go utswa leruo. E rile mogolwane wa mapodise a Sojwe, Assistant Superintendent Jones Katholo a tsibogela mafoko a ga kgosi, a bolela fa ba itse ka borukutlhi jwa motse oo, e bile a bolela fa ba setse ba isitse mapodise a le mararo kwa Otse le mapodise a Special Constable ba le babedi go lwantsha seemo seo. crime_law_and_justice 1 Mogokgo o leboga puso Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Seleka kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami Mme Violet Modikwa a re o lebogela gobo puso e ne ya bona go tshwanela gore go simolodisiwe dikole tsa bananyana kwa dikoleng tse dipotlana. O buile se bosheng kwa motseng wa Seleka kwa moletlong wa kaloso ya bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang. A re tshimolodiso ya dikole tsa bananyana ke kgatelopele e e tlaa tsholetsang maduo a dikole. Mme Modikwa a re dikole tsa bananyana di na le mosola fela thata ka di baya ngwana mo seemong se se siameng sa go simolola lekwalo la ntlha. A re fa ngwana a tsena sekole sa bananyana pele fa a simolola lekwalo la ntlha o itse sekole le tikologo ya sone a bo a itse le go dira tse dingwe di tshwana le go ya ntlwaneng ya boitiketso ka jalo seo e seke e nne kgwetlho mo barutabaneng fa a simolola lekwalo la ntlha. A re bana ba rutiwa tse di farologaneng di tshwana le go kwala maina a bone, go dumedisa le gone go kgona go itse ba ba tsenang le bone mo sekoleng ka jalo barutabana ba seke ba nne le kgwetlho ya go simolola ba ba ruta mme ba tswelele le dithuto tsa lekwalo la ntlha. Mme Modikwa o ne a lebogela barutabana ba sekole sa bananyana mo sekoleng sa gagwe a bolela fa ba dirile phetogo mo matshelong a bana bao. Mookamedi wa dithuto tse di kwa tlase, Mme Margret Gabadise o ne a tlhalosa fa lenaneo la sekole sa bananyana le simologile kwa sekoleng sa bone mo ngwageng o o fetileng. A re fa ba simolola lenaneo le, go ne go le lolea e bile ekare batsadi ba tlaa seke ba tsiboge mme e ne ya re moragonyana ba tsisa bana ka bontsi. A re ntswa ba ne ba simolola ngwaga o o fetileng ga ba na didirisiwa tse di lekaneng di tshwana le dibuka, ditilo le ditafole tsa bana ba ba kwa tlase ka dingwaga ba kopa banaleseabe go ba tswa thuso. O tlhalositse fa bana bao ba fiwa thuto e e maleba ka ba rutiwa ke barutabana ba ba tswang dithutong tse di itebagantseng le thuto ya dikole tsa bananyana. A re mo sekoleng sa gagwe go na le barutabana ba dithuto tseo ba le bane. O ne a leboga batsadi ba bana bao a bolela fa ba tsentse letsogo thata mo go rotloetseng sekole sa bone go simolodisa lenaneo la sekole sa bananyana. Ka jalo o ne a rotloetsa batsadi go tswelela ba kwadisa bana ba bone a bolela fa go sa duelwe sepe.BOKHUTLO education 4 Babereki ba WUC ba fa boora Thekiso seriti Mogolwane mo koporaseng ya metsi Rre Macheng Macheng o akgotse badiri ka ene go bo ba tsweletse ka go nna kutlwelobotlhoko. Rre Macheng o buile jaana kwa moletlong wa go abela ba lelwapa la ga Mme Basutli Thekiso wa Tshimoyapula ntlo kwa motseng oo bosheng. O tlhalositse fa ntlo eo e le ya bosupa koporase ya bone e ntse e e abela ba ba tlhokileng lesego la go ka nna le bonno jo bo siameng. A re go tswa ka 2012, ba setse ba abile matlo kwa Mahalapye, Letlhakane, Jackalas No. 1, Kanye, Mochudi le Palapye. Rre Macheng a re koporase ya gagwe ga se gore e thusa Batswana ka go ba fa metsi fela. A re le bone jaaka Batswana ba bangwe ba na le seabe sa go tokafatsa matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ka go lemoga letlhoko, ba bone go tshwanela go agela batho mntlo, go abela bana ba dikole ditlhako ga mmogo le go agela setshaba maemelo a dipalamo. O tlhaloseditse fa babereki ba tswa kgakala ba thusa Batswana. A re ba tswa go direla dikole tse dipotlana tsa Gudigwa, Moreomaoto le Semitwe lefelo la dibalamakgolo ba bo ba ba abela le tsone dibalamakgolo. Rre Macheng a re ba bone go le matshwanedi go agela boora Thekiso ntlo, ba thusiwa ke ba boipelogo go ba batlela lelwapa le ba ka le agelang bonno. Ba ne gape ba ba abela malao a le mabedi, ba aga setlaagana, ntlo ya boitiketso le go ba tsenyetsa pompo. E ntse e le kwa Tshimoyapula, ba WUC ba ne ba abela bana ba sekole se sebotlana sa Tshimoyapula ba le masome a a robang bongwe le bongwe ditlhako. Ba ne ba tswelela gape ba direla banni ba Serowe maemelo a dipalamo fa kgotleng ya Newtown le ya Mannathoko ka go lemoga go sena meriti e ba ka emang fa go yone bogolo jang fa go le pula kana go le letsatsi. E rile a tswa la gagwe, mokhaselara wa kgaolwana ya Swaneng, Rre Mpho Kooreme a leboga babereki ba WUC ka tiro e ntle e. Rre Kooreme o ne kopa boora Thekiso go tlhokomela lelwapa la bone, a kopa bana ba sekole sa Tshimoyapula gore ba tlhokomele ditlhako tsa bone. Mogokgo wa Tshimoyapula, Mme Esther Mafoko o ne a leboga babareki ba WUC go bo ba dirile tiro e, ka go tsile go fa bana seriti, mme ba tsee dithuto tsa bone ka tlhoafalo. Mme Thekiso ene o ne a leboga ba koporase ya metsi go bo ba bone go le matshwanedi go ba agela. A re le bone ba tlaa tshwana le batho ba bangwe. O solofeditse gore ene le ba lwapa lwa gagwe ba tlaa tlhokomela bonno jwa bone gore le dikokomane tsa bone di tle di nne mo go lone. BOKHUTLO society 9 Dikgosi di gakolotswe go emela molao ka dinao Dikgosi di gakolotswe go diragatsa dithata tsa tsone tsa go laola thekiso ya bojalwa jwa Setswana le gone go bona gore melawana e e laolang thekiso ya jone e salwa morago. Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya tiragatso molao kwa Serowe, Rre Gofaone Toteng, ka Labone fa dikgosana tsa Serowe di etetse malwapa a a rekisang bojalwa jwa Setswana. Rre Toteng a re bogosi bo tshwanetse go tlhomamisa gore go rekisiwa majalwa a a Setswana a a letleletsweng fela le go bona gore go salwa morago dinako tsa thekiso. Majwalwa a Setswana a a letlelelwang mo malwapeng ke mokuru o o dirilweng ka mabele, khadi e e dirwang ka moretlwa, setopoti sa magapu, bojalwa jwa morula le jo bo dirwang ka phaletshe le madila. O ne a supa fa diletso di sa letlelelwe mo marekisetsong a bojalwa. Mongwe wa dikgosi tse di neng di le teng koo, Kgosi Oleosi Serite wa kgotla ya Mauba o ne a gakolola barekisi ba bojalwa go nna ba ikwadisa mo dikgotleng tsa bone gore bone e le dikgosi ba itse gore go nowa kwa ga mang,a tswelela a ba kopa go obamela dinako. Moemedi wa mokgatlho o o mo letsholong la twantsho nnotagi wa Tsela Kgopo Cultural Group Rre Warona Ramaribana o ile a ba kopa go nna ba tlhatswa dikupu tse ba tshelang majalwa a bone mo teng go babalela botsogo jwa bareki ba bone. O tsweletse a ba kopa go rotloetsa banwi ba bojalwa go ja pele ba tla go nwa. Morulaganyi wa lekalana la Fokotsa Dino mo Serowe District Health Management Team e bile e le mooki kwa Sekgoma Memorial Hospital, Mme Malebogo Motsokono a re bojalwa bo baka ditlhalano le dipolaano mo malapeng ka bontsi, jalo ba bone gore go botlhokwa go kopa kgosana go buwa le batho mo dikgotlaneng tsa bone ka bodiphatsa jwa nnotagi. Mme Mmamotsokono o tlhalositse fa dipoto ka bontsi di bitswa maina a a sa kgatlheng go lebeletswe gore go diragala eng teng, di bitswa bo bolola,ditshupo,UB,tlhatswa lesire le, bo moreomabele. Dikgosi di ne tsa tsamaya le dipoto di le mmalwanyana, mme di ne di butswe tsotlhe mme nako ya bobedi mo tshokologong e ise e goroge. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Dipula di dirile go swela Dipula tsa matsorotsoro tsa bosheng kwa Bokone Botlhaba di sentse malwapa a le masome mararo le borataro. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane o boleletse phuthego ya khansele ka Mosupologo gore Gulubane ke ene a amegileng thata ka malwapa a le 13 a senyegile, a salwa morago ke Mambo ka malwapa a fera bongwe. Mme Mpetsane a re ditante di le 14 di setse di abetswe batho go thusa ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego, a tlatsa ka go re komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo e tsweletse ka go dira dikanoko. Modulasetilo o ne a lebogela komiti eo ya dibetso tsa tlholego bonatla jwa yone le boineelo jwa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o sireletsegile. O rotloeditse batho go itisa kgatlhanong le bolwetse jwa Malaria jo bo ka nnang jwa tlhagoga ntateng ya dipula tse di gosomaneng mme tsa tlhogisa bojang jo bontsi mo kgaolong. Mme Mpetsane o rotloeditse setshaba go tsaya dikgato tse di lebaneng di akaretsa go kgaola bojang go fokotsa go tsala ga monang. Modulasetilo o ne a bolela fa kgaolo e ne ya nelwa ke dipula morago ga nako go na le jaaka go tlwaelesegile, mme seo sa baka gore balemi ba simolole go lema morago ga nako le ka yone kgwedi ya Mopitlo tota. O boletse fa go setse go lemilwe ditema di ka nna 5 000, tse e leng gore di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. Mo go tse dingwe, a re kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo e santse e le teng mo kgaolong eo ka ditlou e le tsone di dirang tshenyo e ntsi mo dithotong tsa balemi-barui. O tlhalositse fa dikgato tsa thibelo tshenyo di ne tsa tsewa jaaka go gasagasa pherefere mo go tlaa dirwang kwa Matsiloje, Ditladi le Patayamatebele. O boletse gape gore setlhopha sa badiredi ba fera bongwe ba taolo ya diphologolo ba ne ba isiwa kwa Matsiloje go simologa ka Tlhakole, go thusa go laola diphologolo. A re phimolo keledi ya balemi-barui ba ba neng ba senyediwa ke diphologolo tsa naga e tsweletse mme go setse go duetswe P109 640, a duelelwa ditshenyo di le masome matlhano. O boletse gape gore kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a ntlha mo lefatsheng leno lotlhe mo go direng sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka ba fentse ka selekanyo sa masome a fera bobedi le sephatlo mo lekgolong, a tlatsa ka go re kgaolo eo ga e bolo go itsetsepela mo maemong ao fa e sale 2012. A re maduo a mantle ao a tshwanelwa ke go lebogwa go lemoga tiro e ntle ya barutabana le baithuti. Mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro, a re kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a bobedi mo lefatsheng leno lotlhe, ka e fentse ka masome a mane le boferabobedi fa go tshwantshanngwa le masome a mane le bone le sephatlo mo ngwageng wa 2016. Mme Mpetsane o supile gore mo ditlhatlhobong tsa BGSCE, sekole se segolwane sa Masunga se ne sa fenya ka masome a mararo le boraro mo lekgolong, ka jalo sa bona maemo a bone mo lefatsheng leno lotlhe. O boletse fa dikole tsa Materspei College le Francistown senior le tsone di dirile bontle. BOKHUTLO society 9 Independent Assemblies e thusa setshaba Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng kwa Lobatse a re kereke e supa lerato le kutlwelobotlhko ka go fitlhelela setshaba kwa se leng teng. Kgosi Itumeleng o buile jalo bosheng fa kereke ya Independent Assemblies of God e ne e tshwere tirelo ya go fitlhelela setshaba. A re ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 la setshaba se se lerato e bile se le kutlwelobotlhoko. O tsweletse a bolela gore lerato le botlhokwa, a rotloetsa gore go ratwe go bo go tlhokomelwe ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le-bogole, a tlatsa ka gore dikereke di nna di le kwa pele. E rile a lekodisa ka tiro ya letsatsi le, Moruti Fenny Ramatshaba a bolela fa e le thulaganyo ya Modimo, gore ba bo ba kgonne go lemoga gore batho ba na le letlhoko, mme jaanong kereke le yone e tsaya karolo le boikarabelo ka go tsaya kgato go thusa puso go lemoga batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Moruti Ramatshaba a re nako e gorogile gore puso e thusiwe ke dikereke, a bolela gore dikereke di ka tsena ntlo le ntlwana go bona matlhoki, gape ka ntlha e nngwe go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipotse gore ene o dira eng mo diemong tse, a tlatsa ka gore nako e gorogile gore kereke e thuse puso go isa lefatshe kwa Modimo a le batlang teng. Moruti Benjamin Mogome a re maikaelelo magolo ke go fitlhelela matshelo a batho ba ba tshwenyegileng thata, a tlatsa ka gore batho ba ba kwa ntle ga kereke ba feletswe ke tshepho ka jaana dipelo tsa bone di thubegile. A re go tlhoka gore go buiwe le bone ka tshiamo ya Modimo ka gore Modimo o siame ka dinako tshotlhe, mo bathong ba one botlhe. Moruti Mogome a re lefatshe leno le tletse ka tshephahalo ya Modimo, ka pabalelo ya gagwe, a re Modimo ga a kgetholole, e bile o lorato. A re se se supiwa ke ka fa kereke e dirang ka teng mo go bao ba ba tlhokileng lesego, go ba lemosa gore ba botlhokwa le gore kereke e a ba rata. society 9 Molelo o buseditse mokghatlho kwa morago Batho ba metsana e e bapileng le Letlhakeng ga ba jesiwe diwelang ke go kgaoga ga maranyane a inthanete mo ofising ya kwadiso matsalo, manyalo le dintsho, selo se se dirang gore ba felele ba nna lebaka ba se na dikarata tsa Omang le go direla bana ditlankana tsa matsalo. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang, mongwe wa ba ba neng ba tlhotse mo meleng ya go direla ngwana setlankana sa matsalo Mme Innah Seane wa Sesung, a tlhalosa fa ba kgona go nna sebaka se seleele mo meleng ba letetse inthanete mme ba boe ba sa dira sepe. A re kgaogo e ya inthanete e dira gore ba felele ba kolota madi a a duediswang batho ba ba diegileng go tla go kwadisa bana mme se se feletse se dira gore e nne e kete ba maoto a tshupa mo go kwadisetseng bana ba bone. Mongwe wa ba ba neng ba boa ka nyobane e sa fotlhwa, Mme Boikarabelo Phalalo wa Khudumelapye, o tlhalositse fa e sale go tloga ngwaga e e fetileng, a ntse a leka go fetola sefane sa ngwana le go direla yo mongwe setlankana sa matsalo go ntse go pala, ka ntlha ya kgaogo e ya boranyane. A re selo se se ba beile ka fa mosing ka bana ba tshwanetse go ya dikoleng mme ba tlhoka ditlankana tsa matsalo. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba nna kgakala le motse wa Letlhakeng mme ba babalelwa ke madi a sepagamo, e bile ba tlhola letsatsi lotlhe go se na se se yang maleng ka ntlha ya go tlhoka madi. A re o bona go ka nna botoka fa ditlankana tsa matsalo di ka dirwa fela jaaka karata ya Omang ka go dingalo go bona ditlankana tsa matsalo mo go feletsang bana ba felela ba tlolwa ke go ya dikoleng. Mogolwane wa ofisi ya kwadisetso matsalo, manyalo le dintsho kwa Molepolole Mme Keletso Mokgotletsi, o tlhalositse fa ofisi ya bone e boleletswe ka seemo seo mme ba le mo lenaneong la go se baakanya. Bokhutlo society 9 Abelang ba ba tlhokang Badiri ba lephata la dikago le boranyane kwa Francistown ba agetse modiri ka bone wa pele, Rre George Kholisani ntlo ya dikamore tse pedi kwa Makuta. Mookamedi mogolo wa lephata la dikago le boranyane, Rre Mosimolodi Lefoko a re Rre Kholisani o ne a bereka mo lephateng leo a le ka fa tlase ga lephata la motlakase pele ga maphata ao a kopana go nna lephata le lengwe la dikago le boranyane. Rre Lefoko o boletse fa Rre Kholisani a ne a tlogela tiro ka ntlha ya bokoa mme badiri ba lephata leo kwa a neng a berekela teng kwa Francistown ba ne ba re morago ga go tlogela tiro ga gagwe ba mo latedisa go mo lekola mme ba lemoga fa a nna mo bonnong jo bo sa kgoneng go emelana le dipaka tsa ngwaga. O ne a akgola badiri bao a bolela fa ba na le tebelopele gape ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko le go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Rre Lefoko a re badiri bao ba ne ba itlamile ka lerato ba le moono mongwe ka ba ne ba dira tsotlhe le go ntsha madi mo dikgwatlheng tsa bone ba sa gadime kwa morago selo se bontsi bo sa kgoneng go se dira. A re ka bopelotlhomogi, boineelo le tshwaragano ya bone ba le badiri ba lephata la dikago le boranyane ba ne ba kgona go agela Rre Kholisani yo a nnang le bana ba gagwe ba ba supa ba ba sa berekeng le bana ba bana ba le borobabongwe ntlo eo ya dikamore tse pedi le sephatlo. O ne a tlhalosa fa badiri bao ba simolotse kago ya ntlo eo ngogola morago ga go mo agela ntlwana ya boitiketso. Gape o ne a akgola lephata leo, a re ba dira tiro e ntle thata e e lemogiwang ke baeteledipele ba lefatshe leno le mapolotiki tota, ntswa bone e se mapolotiki e le badirelapuso. O ile a leboga le dikompone tse di ikemetseng tse di neng di ba eme nokeng go diragatsa maikaelelo a bone go bona gore toro ya bone e nna nnete. Rre Lefoko o ne a kopa Rre Kholisani le ba lelwapa la gagwe go tlhokomela ntlo eo ka e fetotse seemo sa gagwe e bile e mo neetse seriti. Fa a tswa la gagwe, Rre Kholisani o ne a leboga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go tla ka mananeo a mantle le mogopolo wa gore gopolang ba ba dikobo dikhutshwane. A re badiri bao ba supile lerato mo go ene ka jalo ba tswelele pele ka lerato leo go aga Botswana. Rre Kholisani a re o ne a itlhobogile mo botshelong a sa akanye gore ka motlha mongwe o ka nna le ntlo ya mofuta oo, a akgola badirelapuso ba maphata ka go farologana ba ba amogetseng boikuelo jwa ga Tautona. Mongwe wa badiri bao, Rre Busani Mosweu o ne a bolela fa go ne go se motlhofo go goroga kwa ba gorogileng teng mo nakong ya gompieno mme a re ka lerato le tirisanyo mmogo ba ne ba kgona go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a bone. Rre Mosweu o ne a bolela fa kago eo e ba lopile dipula tse di dikete tse di masome a supa le bone go e aga mme ba ne gape ba aba dijo le melora e e tlhapang le e e tlhatswang. BOKHUTLO society 9 Baapei ba majalwa ga ba kgalemelesege Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re ba tshwere batho ba le masome mabedi le bosupa ba rekisa majalwa a setso ka bokukuntshwane, seemo se se kgatlhanong le maiteko a go fokotsa metsamao e e gakatsang kanamo ya mogare wa corona. Mo potsolotsong le A re go a tshwenya gore ntswa lefatshe le lebanywe ke mathata a corona, bangwe ba bo ba itlhokomolositse seemo se ka go tswelela ba dira majalwa a tshwana le khadi, mokuru le setopoti, selo se se sa siamelang seemo sa gompieno. Rre Oteng a re ba lemogile bothata jo kwa Serowe le metse e e mabapi. A re go a tshwenya gore ntswa ba lopa madi le gone go gapa majalwa ao, batho bao ba tswelela ba ipoeletsa ba dira molato. Mogolwane o kaile fa dikgang tse dingwe jaaka go thuba mo matlong, dikgwebo le dikgang tsa thubetso di fokotsegile thata mo kgaolong ya Serowe. Ramapodisi o kopile batho go tsaya dikgakololo tsa ba botsogo le go obamela melawana ka tlhoafalo e kgolo ka gore bolwetse jwa COVID-19 ke sebetsa se se maswe se batla maiteko a botlhe go hema kanamo ya mogare. Le fa go ntse jalo, crime_law_and_justice 1 Kgang ya bogosi kwa Oodi e tsositse kgaruru Banni ba Oodi mo kgaolong ya Kgatleng ba boleletswe gore ba tshwanetse go itlhophela kgosi ka Kgosi Molebatsi Semele a sa bolo go tlhokafala. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Kgosi Segale Linchwe a tlhalositse fa morafe o tshwanetse wa itlhophela motho yo bone ba mmatlang mme morago ga moo ba ka isa leina leo kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi. E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba supa maikutlo a a farologaneng ka bogosi jwa motse wa bone ka bangwe ba supa fa ba sa itumelele ka fa motshwarelela kgosi wa motse oo a ba eteletseng pele ka teng. Rre Phatsimo Lucas o tlhalositse fa ba kile ba ya go ikuela kwa Mochudi morago ga gore ba supegediwe ngwana mongwe mo motseng go bolelwa fa e le ene yo o tlaa nnang kgosi ya bone. O tsweletse a re ga ba a amogela ngwana yoo ka ga a tlhophiwa ke morafe gonne bone ba dumela gore kgosi e tshwanetse ya tlhophiwa ke morafe. Rre Lucas o supile fa kgang eo e kgaogantse motse gabedi e leng ba ba kgatlhanong le tshwetso eo ya go tlhomiwa ga kgosi le ba ba dumelanang le kgang eo. O tlhalositse fa motshwarelela kgosi ya bone, Rre Paul Rantabe a sa ba tseye sentle a supa fa a kile a re ene ke Mokgatla wa dipampiri fela mme tota ene ke Motlokwa, selo se a kaileng fa se sa siama. Rre Ramokokole Digangwa le ene o supile fa ba sa amogela ngwana yo ba mmontshitsweng, a tlhalosa fa e ne e se ka ditumalano tsa bone e le morafe ka gore bone se ba se batlang ke go itlhophela moeteledipele yo ba ka berekang le ene sentle. Fa a tswa la gagwe, Rre Ramabi Semele o boletse fa ba kile ba bitsa morafe go ba bontsha ngwana wa ga Kgosi Semele gore e nne ene a tsayang setilo sa ga rraagwe le ntswa bangwe ba ne ba sa dumalane le kgang eo. A re ba ne ba rwala ditlhako go ya Mochudi mme ba busiwa ba tlhalosediwa fa ba tsile e le Batlokwa go sena Bakgatla mo lekokong la bone mme e bile go kile ga tla lekoko le lengwe pele ga bone. Rre Mmile Semele ene o boletse fa ba solofetse fa Kgosi Segale a tsile go ba bolelela gore a o amogela kopo ya bone ya peo ya ngwana wa kgosi ya bone ya pele ka ba sa le ba isitse kgang eo kwa go bone mme nako kgolo ke eno. Dikgosana dingwe tse di neng di patile Kgosi Segale di ne di supa fa e le nnete makgamu oo mabedi a kile a tla go ikuela kwa kgotleng kgolo ya bone ka kgang eo mme ba ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go ya go nna fatshe go bona gore tsela ba tsaya efe go na le gore ba tle kwa go bone ba se seopo sengwe e le Bakgatla le Batlokwa. Phuthego eo e ne e setse e tswa mo taolong ka bangwe ba ne ba supa fa ba ka seke ba kopane le lekgamu le lengwe ba tlhalosa fa bone ba batla kgosi e e leng ya bone e bile e le Mokgatla fa bangwe ba supa fa ngwana wa moswi Kgosi Semele e le ene a ka tsayang setilo sa ga rraagwe. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segale o kopile morafe wa Oodi go sala ba tswa ka leina la yo ba batlang gore a ba etelele pele. O tlhalositse fa therisano e le selo se se botlhokwa fela thata e bile e le yone tsela e morafe o ka bopaganang ka yone. BOKHUTLO society 9 Botlhoka tsebe bo iphile maatla kwa Madiba Mogokgo wa sekole se segolwane sa Madiba kwa Mahalapye, Mme Marea Mbale a re o tshwentswe thata ke go wela tlase ga maduo a baithuti ba sekole seo. Fa a bua mo phuthegong e e neng e tsenwe ke batsadi le barutabana bosheng, Mme Mbale o supile fa se se dirwa ke boitshwaro jo bo makgasa jwa baithuti mme a kopa batsadi go ema sekole nokeng, a tlhalosa fa barutabana ba duba thankga ba le nosi. Mme Mbale a re tsholofelo ke gore bana ba ya sekoleng go ithuta mme ka maswabi ga go diragale seo mo sekolong sa gagwe. O kaile fa maduo a bana a sa jese diwelang gotlhelele, mme a re a baithuti ba lekwalo la botlhano one ke bohutsana segolo jang ka ba lebile go kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. O tsweletse a re, mo maduong a setlha sa bobedi, mo ditlhopheng di le masome a mabedi le bongwe tsa baithuti ba Madiba, ke di le supa fela tse di dirileng sentle fa di le lesome di sa dira sentle gotlhelele. A re go a swabisa gore e re le ntswa maduo a bana a ntse jaana, boitshwaro jwa bone e bo e le jo bo sa kgatlheng. Mme Mbale a re tiriso ya ditagi, go ratana mo baneng ba basetsanyana gammogo le go ikgabisa mo go feteletseng di ba apesitse kobo ka letshoba. Mogokgo o supile fa a tshwenyegile thata ka baithuti ba basetsana ba a reng ba itewa tsebe ke banna, a re go ikgabisa ga bone go feteletse le ntswa go na le melawana e e tlhalosang e papametse melogo e e sa letlelelweng ya meriri mo sekoleng. O tsweletse a re seemo se, se a ama ka bana ba itira bantle mo mebeleng le ntswa go pala gore ba betle isago ya bone ka go supa kgatlhego mo dithutong tsa bone. O ikuetse mo batsading go leka go ruta bana ba bone le go dirisana thata le barutabana go botsolotsa ka tsamaiso ya sekole ka go lemotshegile fa baithuti bangwe ba goroga masigo kwa malwapeng ka seipato sa gore ba ne ba tshegeditswe ke barutabana kgotsa ba re ke gone ba gololang. Mogokgo o tsweletse ka go tlhalosa fa go lemotshegile fa baithuti bangwe e re fa ba golola ba bo ba ya go tlala kwa maemelong a dipalamo fa bangwe ba tlhola ba siana le dikhombi le dithekisi ba sa ye malwapeng, a re ba bangwe ba tlala kwa baithuti ka bone ba hiriseditsweng matlo teng. BOKHUTLO education 4 Letlhoko la matlwana le arabilwe Selelo sa barekisi ba mo mekgwatheng ga mmogo le bakgweetsi bangwe ba dipalamo tsa setshaba sa letlhoko la matlwana a boitiketso kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba kwa Tutume se arabilwe. Selelo se se arabilwe morago ga gore matlwana a a nang le lobaka a agilwe mme a se mo tirisong a bulelwe setshaba bosheng. Mo puisanong le BOPA, Mme Ketshepile Maphorisa yo o mo kgwebong ya go roka ditlhako, o supile fa go bulwa ga matlwana a go ba sologetse molemo fela thata gonne ba ne ba tshwaragane le bothata fa ba tshwanelwa ke go ya go itiketsa. Mme Maphorisa a re ba ne ba patikega go tsamaya sekgala ba ya go kopa thuso kwa kgotleng kgotsa ba kopa mo malwapeng a a gaufi, selo se a tlhalosang fa se ne se ba diga seriti. Mogwebi yo mongwe, Mme Keneilwe Tafa le ene o tlhalositse fa letlhoko la matlwana le ne le ba beile ka fa mosing. A re go ne go tlhapologelwa ka fa morago ga dikago tsa marekisetso, mme go bake monko o o kgaolong molebo wa nko. O boletse fa letlhoko la matlwana le ne le sa babalele setshaba fela mme le ne le rotloetsa kgotlelesego ya tikologo. Mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba, Rre Keletso Munyadzwe le ene o galaleditse go tsena mo tirisong ga matlwana ao. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse wa Tutume, Rre Kopano Tamari, o boletse fa matlwana ao a agilwe ke badiri ba lenaneo la Ipelegeng mme o kopile setshaba go supa boikarabelo ka go a dirisa ka fa tshwanelong. Rre Tamari a re go ka swabisa go bona matlwana a ba sa bolong go lela ka one a fetogile matlotla kgotsa lengwe lefelo le setshaba se ka se kgatlhegeleng go le dirisa. politics 7 Kachana o tlhomilwe kgosi ya Tshesebe Motse wa Tshesebe o o mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o busitswe ke dikgosi tse tharo e bong moswi Kgosi Charles Kachana, moswi kgosi Matsapa Kachana le yo o sa tswang go tlhongwa ka Matlhatso e bong Kgosi Motlotlegi Kachana wa boraro. Motse o, o simologile ka dingwaga tsa bo 1920 mme e ne ya re ngwaga o o fetileng wa nna lobaka o sena moeteledipele ka fa bogosing. Kgosi Matsapa Kachana wa boraro o ne a tlhongwa go thiba phatlha eo ka Matlhatso. Fa a bua kwa moletlong oo, Kgosikgolo ya Bakwena, Kgari wa boraro o gwetlhile Kgosi Kachana go ikgakologelwa gore o mo thomong ya Modimo ka jalo o tshwanetse go kaetsa morafe wa gagwe bolemo jwa Modimo. E re ka Kgosi Kachana e le monana e bile e le modumedi wa mokeresete, Kgosi Kgari III a re o lebogela seo ka a tlaa nna le tlhotlheletso ya Modimo go busa morafe wa gagwe ka tlotlo le thelelo. Kgosi Kgari III a re boikarabelo jo bontsi bo solofelwa mo dikgosing, a tlhalosa gape fa e le tshwanelo ya dikgosi go nna sekao mo morafeng ka go dira tse di sa fatlheng matlho a setshaba, ka jalo a re o solofela seo le mo go Kgosi Kachana. Kgosi Kgari III o tsweletse ka gore mo nakong ya gompieno dikgwetlho di dintsi segolo jang tebang le boitshwaro jwa banana ka jalo o rotloeditse Kgosi Kachana go tlhomamisa gore e nna mongwe wa bogogi jo bo bonang gore bo fenya dikgwetlho tseo ka a tlhaloganya botoka ditlhaloganyo tsa banana. O tladitse ka gore le ntswa e le kgosi ga a kake a kgona dilo tsotlhe mo motseng mme a mo rotloetsa go tlhopha bagolo bangwe mo motseng ba a bonang gore ba tlaa mo thusa kgotsa ba mmontshe tsela ka tse di tshwanetseng go dirwa. A re go na le baeteledipele ba bangwe ba a tshwanetseng go dirisanya le bone, bao e leng ba sepolotiki. A re o tshwanetse go nna tsala le bone, a ba rome ka tse di molemo tse di ka tswelang morafe wa gagwe mosola jaaka ditlhabololo tsa motse. Kgosi Kgari III o tsweletse a re baeteledipele ba, ba engwe pele ke molao ka jalo mantswe a bone a a reediwa. A re dikgogakgogano di dia ditlhabololo tsa motse ka jalo o tshwanetse go tshwaragana le bone. O rotloeditse kgosi Kachana go rotloetsa kagiso le thokgamo mo morafeng wa gagwe, gape a bale le melawana ya dikgosi ka e le yone e ka mmontshang boikarabelo jwa gagwe e le kgosi. A re o tshwanetse go bala melawana eo e seka ya re kgabagare a iphitlhela a lebetse dilo dingwe tse a tshwanetseng go ka bo a di direla batho ba gagwe. Kgosi Kgari III o tsweletse ka gore ditiro dingwe di tlhoka gore fa di dirwa a bo a tshwaragane le maphata a mangwe, go thusa go tlhofofatsa tiro ya gagwe jaaka lekgotla le tshwana la kabo ditsha, mapodisi le ba bangwe. Kgosi Kgari III o kopile morafe go seka ba nyatsa bokgoni jwa kgosi ya bone ka e santse e le monana. A re ba tshwanetse go mo reetsa e bile ba seka ba itebala ba mo eme nokeng ka dinako tsotlhe gore a kgone go ba busa ka bomolemo go sena makgwere ape. O ba gwetlhile gape go tsenelela merero ya ga kgosi le diphuthego gore le bone megopolo ya bone e utlwale. A re ba tswelele ka go dibela kagiso. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Eric Moipolai mo boemong jwa dikgosi tsa Bokone Botlhaba a re o solofela fa Kgosi Kachana e tla nna sekao mo bananeng ba bangwe. society 9 Dikgang tsa petelelo di golela pele ko Ghanzi Mookamela mapodisi Ghantsi, Superintendent Christopher Molob re o tshwengwa thata ke dikgang tsa petelelo tse di golelang pele mo motseng oo tse a tlhalositseng fa go le gantsi di ama banana ba dingwaga tse di magareng ga masome mabedi le masome mararo le botlhano. Mo potsolosong le BOPA, Supt Molobe o ne tlhalosa fa dipetelelo tseo di diragalela banana ba ba tsamayang masigo ba ya kgotsa ba tswa dibareng mme ebile ba sa patiwa ke ope. A re ka kgwedi ya Phatwe fela dipalo tsa batho ba ba thubeditsweng di ne di le ko godimo fela thata tlatsa ka gorebontsi jwa tsone di ne di diragala ko maitisong. Ka go lemosegile fa dikgang tsa thubetso di golela pele ko Ghanzi Sup Molobe o kopile banana go ikgapha mo go tsamaeng masigo ka seo se ka tsenya matshelo bone mo diphatseng le go feta. O tsweletse rotloetsa banana go fokotsa dinotagi ka seo se baka gore dilalome di nne le sebaka sa go itseela dikobo ka dikgoka motlhofo mo go bone . Mo dikganyeng tse dingwe a re ba tshwengwa ke bogodu jwa leruo a re batho ba inaakantse le go tsenya tshipi dikgomo tse beng ba tsone ba ise ba di tsenye.. O tsweletse kaya fa ba le mo thulaganyong ya go tlhoma mokgatlho o o tla itebaganyang le go rarabolola dikgang tsa bogodu jwa leruo gore bone ba kgone go itebaganya le dikgang tse dingwe. Supt Molobe o tlhalositse gape fa go na le dikgang tse dingwe tse di tshwenyang jaaka go thubiwa ga dikoloi le matlo le fa go ntse jalo o tsweletse kopa sechaba go dirisana le mapodisi le ba komiti ya ntebele ke go lebele gore borukhutlhi bo kgone go fokotsega mo Ghanzi. Supt Molobe o weditse ka go supa fa itumelela thuso e ba e bonang mo mapodising a a itlhaopileng ka jaana tlhalosa fa ba dira tiro ka bokgabane a tlatsa ka gore re baithaopi ba mapodisi ba thusa ka go tsamaya mo motseng ba netefatsa gore ga go na borukhutlhi jo bo diragalang tlhalosa fa gape ba thusa go rutuntsha sechaba ka borukhutlhi le ka mananeo aa teng sepodisi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khansele e ikanya thapelo Khansele ya Gumare e na le thulaganyo e mo go yone Laboraro mongwe le mongwe ba tshwarang dithapelo go ipaya fa pele ga ramasedi. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa khansele potlana ya Okavango, Rre Keletso Baraedi o tlhalositse gore bokopano bo tsaya metsotso e le masome a mararo mo mosong mme ga bo a itebaganya le thapelo fela, bo rotloetsa gore badiri ba kopane go itsane le go tshegetsana mo mabakeng a a farologaneng a botshelo. O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go laletsa maphata a a farologaneng go ruta badiri ba khansele eo ka dilo tse di farologaneng di akaretsa go ba tlhatlhelela ka tiriso sentle ya madi ga mmogo le go rupa ga borre gareng ga tse dingwe. A re ba na le lenaneo la go sidila babereki maikutlo ka gore mmereki yo o sa itumelang mo moeng ga a kake a kgona go ntsha maduo. O tlhalositse gore merapelo e, ga se ya babereki ba khansele fela, le setshaba se ba se thusang ba a tle ba se laletse mme ba lemogile fa seo se tsala tirisano mmogo fagare ga bodirela puso le setshaba. Bokhutlo religion_and_belief 8 Goya o lekodisa morafe ka melao Mopalalmente wa Palapye, Rre Moisaraele Goya o lekodisitse banni ba masimo a Makoro le a a mabapi ka melao le ditshutiso tse di buisantsweng ke palapmente e e sa tswang go wela. Rre Goya, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto go tswa moding, a re palamente e buisantse ka melao e le lesome le ditshutiso di le pedi. A re mengwe ya yone ke ya go fa mookamela dikgolegelo dithata tsa go golola badira molato fa a bona go tlhokega le go atswa bomalomatsebe go ba thusa go tshwara dirukutlhi fa di sutlhile kwa dikgolegelong. A re molao oo, o mo fa dithata fela fa motho a atlholetswe dingwaga tse di kwa tlase ga lesome. Rre Goya a re mookamela dikgolegelo o tlaa thapiwa ke tona fa mothusi wa gagwe ene a tlaa thapiwa ke mokwaledi wa ofisi yaga tautona. A re go tlhalositswe fa go tlaa fodusiwa legolegwa go tswa mo lefatsheng le lengwe go ya kwa go le lengwe fela fa molato o a o atlholetsweng o sa amane le go itseeela dikobo ka dikgoka kana polao ya motho. Mopalamente o ne a tlhalosa ka molao o mosha wa lekgotla la borukutlhi la boditshaba (ICC) le one palapmente e o fetisitse gore mafatshe a dirisane go neelana dirukutlhi tsa masula a ntwa le gone gore lekgotla leo le letlelesega go ka tshwarela ditsheko tsa lone mono. O tlhalositse gape ka go godisiwa ga sekole sa thuto ka tlhaeletsano (BOCODOL) go se dira mmadikole, a re seo se ya go tokafatsa boleng jwa thuto le go fa sebaka baithuti dithuto tsa maemo a a kwa godimo. Fa a itebaganya le molao wa lefatshe la morafe, a re go dumelanwe gore ditsha tsa bogologolo di kwadisiwe le gore beng ba nne le tshwanelo ya tiriso ya setsha (title deed). A re diphetogo tseo di ya go akaretsa dikgosi ka ke bone ba itseng lefatshe botoka le go dira morero le bone go tlhofofatsa tiro. A re go kwadisa tiriso ya setsha mo go neng go akolwa ke ba state lands le freeholds, mo go neng go beile ba lefatshe la morafe ka fa mosing jaanong le bone ba ya go akola tiro eo ka tekatekano. Rre Goya a re go na le batho ba ba ganang go rola fa ba tsewa dinepe tsa Omang, mme a re jaanong molao o ba patika go rola. A re Omang yo o emiseditsweng ka yo mongwe fa motho a mo latlhile o busediwa kwa diofising tsa Omang. Ditshutiso tse pedi tse di neng tsa bewa palamente pele e ne e le gotlhongwa ga komiti ya tshekatsheko maduo a dikole le go abela bana badikole tse dikgolwane mesangwana. crime_law_and_justice 1 Mogokgo o atla thuso ya batsadi Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Siviya kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Pele Maunge o akgoletse batsadi go netefatsa gore bana ba bone ba sala ditaelo tsa ba botsogo mo maitekong a go laola kanamo ya mogare wa corona. Mo potsolotsong bosheng, Rre Maunge a re se, se supa fa batsadi ba kgathala ka thuto ya bana. Siviya o ne a tsenwa ke tsebetsebe go sena go nna le pego e le nngwe ya molwetse wa COVID-19. Le fa gontse jalo, banni ba Siviya ba dira gotlhe go leka go lwantsha kanamo ya mogare, ka ba ne ba dirisanya sentle le ba ba latedisang motlhala wa ba ba amaneng le ba ba belaelwang gore ba ka tswa ba na le mogare. Mogokgo a re e ne ya re pele bana ba lekwalo la bosupa ba bula kgwedi eno e simolola, ba ne ba ipha matsapa go dikologa le dikgotlana tsa motse oo, go tsibosa banni ka tse baithuti ba tlaa tlhokang gore ba di dire jaaka go katologana, go tlhapa diatla le go tsewa mogote fa ba tsena ka kgoro ya sekolo le gone go rwala di dirisiwa tse di pipang molomo le nko ka dinako tsotlhe. Rre Maunge a re ka fa baithuti ba lekwalo la bosupa ba itshwarang ka teng, go supa fa e le ruri batsadi ba dirile gotlhe go gasa molaetsa wa go lwantsha kanamo ya mogare. A re o ne a nona pelo ka letsatsi la ntlha fa baithuti botlhe ba goroga ba ipipile melomo le dinko. O ne a lebogela tirisanyo mmogo ya banni ba Siviya le ba-na-le seabe ba bangwe ba ba akaretsang Lephata la Thuto go tswa kwa Moding le khansele ya Bokone Botlhaba. Rre Maunge a re sekolo sa gagwe ga se ise se nne le kgwetlho epe e e ka ba emang pele go tswelela le mosepele wa bone wa dithuto tsa bana ba lekwalo la bosupa, a supa fa baithuti botlhe ba le masome mane ba boetse sekolong. Mogokgo o tsweletse a bolela fa sekolo se eme sentle go amogela baithuti ba bangwe. A re ntswa ba ka kopana le dikgwetlho fale le fale di akaretsa tlhaelo ya didirisiwa, fela ba tlaa leka bojotlhe go itebaganya le tsone go tlhomamisa gore baithuti ba tswelela le dithuto tsa bone. O ne a tlhalosa fa sekolo sa gagwe se na le baithuti ba le makgolo a le mararo le masome a le mararo le borataro le matlo a borutelo a le lesome le borataro, a re seo se mo fa tshepo ya gore ba tlaa tswelela fela ntle le thulaganyo ya go hapaana, ka e bile matlo mangwe a borutelo a bulegile, mo baithuti ba ka kgonang go nna ba katologane. Mo maitekong a go nna le seabe mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona, banni ba Siviya ba abetse sekolo seo didirisiwa tse di tlhapelang diatla, di gokeletswe sethuthafatsa metsi, tse di lopileng P30 000 mme di solofetswe go tsena mo tirisong mo nakong e e sa fediseng pelo. health 6 Mashi a lebele makgonatsotlhe Bomme ba gakolotswe go neela bana ba bannye botsogo jo bo popota ka go ba amusa ka lebele. Fa ba bua kwa moletlong wa thotloetso kamuso ka lebele kwa Mahalapye ka Laboraro, bagolwane ba lephata la botsogo ba tlhalositse gore mashi a lebele a thusa go nonotsha masole a mmele mo baneng. Mookamedi wa ditirelo tsa botsogo kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Dr Maxwell Mungisi, a re bomme ba tshwanetse go tlotla go amusa bana ka lebele. A re go a tshwenya go bona bomme ba ba mo dingwageng tsa tsholo ba tsweletse ka go itlhokomolosa kamuso ka lebele, selo se se tsenyang matshelo a bana mo diphatseng tsa go tshabelelwa ke malwetse le go tlhoka go gola sentle. A re bangwe ba bone ba amusa bana mo lebakeng le le khutshwane, a supa fa go dira jalo go sa lekana. Dr Mungisi a re bomme ba tshwanetse go lemoga gore go nna le mabele ga se mokgabo kana go itshupa bontle ka one. O tsweletse a supa gore puso e rotloetsa bomme go amusa masea a bone ka e bile bomme ba ba belegang ba le mo ditirong ba fiwa sebaka sa gore ba amuse bana. O ne a tlhalosa fa dikhamphane dingwe, makalana a ikemetseng le setshaba ka kakaretso ba rotloetsa kamuso ka lebele. A re kamuso ka lebele e tshwanetse go lejwa e le ngwao e e rotloetsang kgodiso ya bana. Dr Mungisi a re go amusa bana go dira gore ba gole ba itekanetse ka jalo puso e dirisa madi a kwa tlase mo go lwantsheng malwetse a bana a bakwang ke go tlhoka kotla ya mashi a lebele. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye le ene o ne a supa fa a tshwentswe ke go bona bommabana ba sesha ba itlhokomolosa kamuso ka lebele. Kgosi Segotsi a re diphetogo di dirile gore bommabana ba itlhokomolose go godisa bana ka mashi a lebele. A re mo malatsing ano, bana ka bontsi ba gola ba sa atumalana le bo mmaabone, a tlatsa ka gore ba ba berekang ba phuaganya bana le bo nkukuabone fa ba sena go belegwa. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o ne a leboga ba botsogo go bona botlhokwa jwa go rotloetsa kamuso ka lebele, a re setshaba le sone se tshwanetse go rotloetsa kamuso ka lebele, ka gore bomme bangwe ba tlhabiwa ke ditlhong go amusa mo mafelong a setshaba. O ne a kopa setshaba go rotloetsa basha go amusa ka lebele, a tlhalosa fa a dumela gore molaetsa wa letsatsi leo, o lebaganye le bommabana gore ba emise go phuaganya bana le basadi bagolo. O ne gape a gakolola batsadi go kgalemela bana ba bone gore ba seka ba diiwa ke menate, mme ba tlhokomele bana ba bone ka go ba tlamela sentle. Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Tassmana Cebani a re puso e lemoga botlhokwa jwa go godisa bana ba itekanetse gore ba seka ba tshabelelwa ke malwetse. Le fa go le botlhokwa gore ba amusiwe ka lebele, Mr Cebani a re go botlhokwa gore jaaka bana ba tsweletse ba thuthuga ba fiwe dijo tse dingwe tse di tlhokegang, a tlhalosa fa puso e na le lenaneo la go phakisa bana dijo tse di lekanyeng mebele ya bone kgwedi le kgwedi. Rre Cebani a re ba ba amusiwang ka lebele ba gola ba itekanetse ka jalo ba fokoletsa puso madi aa dirisiwang go rekela bana dijo tse ba di fiwang kgwedi le kgwedi. health 6 Tsiane o itumelela temo E re ka monongwaga dipula e nnile tse di namagadi, balemi kwa Takatokwane le metse e e mabapi ga ba a ipona tsapa mo go beyeng tema. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi ya Takatokwane, Kgosi Makgabane Tsiane, a tlhalosa fa a itumedisiwa ke ka fa batho ba kgaolo ya gagwe ba tshologetseng temo ka teng. A re se ke go supa fa le bone ba eme ka dinao go itirela dijo mo metseng ya bone. Kgosi Tsiane o ne a tlhaosa fa a itumedisitswe ke se a se bonyeng fa a tsere leeto bosheng go lekola seemo sa temo mo kgaolong le go tlhomamisa fa batho ba motse o ba tsere kgakololo ya puso ya gore ba itirele dijo. A re goya ka se a se boneng, o solofetse thobo e e seng kana ka sepe ngwaga ono. E re le ntswa go ntse jalo, balemi bangwe ba supile ngongora mabapi le beng ba diterekere bangwe ba kgaolo eo, ba re ga ba ba thuse ka botswapelo. Mongwe wa balemi Baikanyeng Kgagodi o tlhalositse fa beng ba diterekere bangwe ba lemolola masimo mme ba a tlogele a sa lemiwa lebaka le le leele mme se se dire gore dijalo di siiwe ke bokgola. Ba tlhalositse fa seemo se se ngomola pelo thata ka goromente ene a otlolotse letsogo go duela boraditerekere.BOPA society 9 Komiti ya ditlhabololo e hupile molomo wa tlase Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Lotlhakane Botlhaba mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa, Mme Mosidi Ponatshego a re komiti e na le letlhoko la madi. Le fa go ntse jalo ba dira ka natla go tlhabolola motse. Mme Ponatshego o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e na le matlo a a hirisitsweng gore a tlhabolole motse, a supa fa mangwe a one a se mo seemong se se kgatlhisang go ka nna batho. A re ngogola ba ne ba kgona go kgobokanya madi go aga loobo lwa kgotla ka mokgatlho wa boithaopo mme khansele potlana ya Kanye ya ba thusa ka dithulelo le go duela moagi. O boletse fa ba dirisana sentle le khansele ya Borwa, ka e ba thusa ka babereki ba Ipelegeng go tsenya letsogo mo go berekeng ditiro tsa motse. A re le fa ditiro di le dintsi, khansele e ba thusa ka go thapa babereki dikgwedi di le tharo gore madi a ba a tsayang ba kgone go itshetsa ka one. Mo go tse dingwe, Mme Ponatshego a re ba kopile khansele go aga borogo jwa makgabaganyo ka motse o kgaogantswe ke molapo. O tlhalositse gore fa e le dipaka tsa dipula go feta metsi a mantsi mo batho le bana ba dikole ba ka se keng ba kgabaganye. O kopile khansele go tsibogele seemo sa letlhoko la matlo a borutelo sa dikole tse di potlana tsa Phutisutlha le Lotlhakane. Bokhutlo politics 7 Basezuru ba rotloetsa boipelego Morafe wa letso la Sezezuru ke morafe o ratang go ipelega ka go rekisa mo mebileng. O tlwaelesegile thata ka go dira dibata, mesamo, mafeelo ga mmogo le go rekisa manoko le tse dingwe. Ba dumela thata mo go itireleng ka diatla tsa bone go itshetsa go na le go bolawa ke tlala kgotsa go emela puso go tla ka maano a go ka tsisa dijo mo malwapeng a bone. Fa o tsamaya lefatshe ka bophara, e ka tswa ele mo maemelong a dibese, fa pele ga mabenkele kgotsa ka fa tlase ga ditlhare, o ka se tlhoke mongwe wa letso le, a thibeletse foo a ithekisetsa; e ka tswa e le dimonamone, ditamati, mesamo kgotsa one manoko go dira madi a diyamalemg Mo potsolotsong bosheng, Mme Rachel Amos wa letso la Sezezuru, yo o tlholegang kwa Moroka, o tlhalositse fa molao wa kereke ya bone o sa ba letle go bereka mme o ba rotloetsa go ipelega. E re ka e le morafe o o tlotlang ngwao ya one, ba e diragatsa ka lerato le tlhompho. Mme Amos o tlhalositse gape fa go tsholweng ga gagwe ka ngwaga wa 1959, a fitlhetse batsadi ba gagwe ba dira dibata, dinkgwana le go rekisa manoko go tsisa dijo mo lwapeng. A re go goleng ga gagwe ga a ise a tsene ka kgoro ya sekole go ithutela tiro epe mme o tlhalefetse mo kgwebong e e neng e dirwa ke batsadi ba gagwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa e ne ya re a le dingwaga di le supa mmaagwe a mo ruta go dira dinkgo ka mmopa gore motlhang a hularang le ene a kgone go ikemela ka dinao go tshedisa bana ba gagwe. O supile fa a sa ntse a tshegeditse seo mme e bile a direla ba lwapa la gagwe madi. A re ka nako eo ba ne gape ba itshetsa ka go rekisa manoko, kopi ya one e lopa P0.25t mme mo nakong eno a e rekisa P2. Mme Amos o ne a tlhalosa fa bontsi jwa morafe o bo sa tsenelela thata mo dikoleng ka ba dumela fa sekole se dia nako ya go dira madi. Ke ka moo bontsi jwa bana ba bone ba inaakantseng le go rekisa mo mebileng go na le go ya dikoleng. A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e gola ka go ya go kopa thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma segolo jang thuo ya dihutshane. E rile a tswa la gagwe Mme Agari Gaselotho, le ene e le mongwe wa letso la Sezezuru, o tlhalositse fa a eletsa go ikgolaganya le ba nyeletso lehuma gore a kgone go atolosa kgwebo ya gagwe segolo jang ka fa letlhakoreng la go roka. Mme Gaselotho yo le ene a tlholegang kwa Moroka, o tlhalositse fa a eletsa gore puso e mo tswe thuso ka a na le kgwetlho ya go reka matsela go godisa kgwebo ya gagwe ya go roka diaparo le mesamo. A re le ntswa bontsi jwa morafe o bo tlwaelesegile thata ka go itirela ka diatla tsa bone, le bone go na le fa ba tlhaelelang teng. O ne a tlhalosa fa a rata se se dirwang ke bomorwarraabo ka ba kgona go ithekela dijo ka matsana a ba a bonang mo dikgwebong tsa bone. O buile seo jaaka a ne supa fa bontsi jwa Batswana ba bolawa ke ditlhong, le dikgang tsa gore batho ba bangwe ba tla ba leba jang fa ba ba bona mo mebileng ba rekisa ditamati. O tladitse ka go supa fa gape ba tshaba go tsaya malebela mo go bomorwaarraabo ba letso la Sezezuru segolo jang ka tsamaiso ya tsa kgwebo go fokotsa mokgwa wa go baya fela mo pusong. O tlhalositse fa a sale a rekisetsa fa pele ga lebenkele la Come Again mo Masunga ka ngwaga wa 1989. Mme Gaselotho a re kgwebo e batla motho a le senatla e bile a rata tiro ya gagwe, fa Mme Memory Titus le Mme Ellen Gaselotho bone ba supile fa morafe o, o le matlhagatlhaga mo go tsa merero ya kgwebo e bile ba le dinatla. Ba supile fa ba eletsa gore merafe e mengwe e ka tsaya mo go bone go imolola puso merwalo. Mme Titus ene o tlhalositse fa Batswana ba bangwe be le boitseme segolo jang, fa e sale puso e tla ka mananeo a nyeletso lehuma le a mangwe. A re bontsi jwa bone ga ba batle go ikakanyetsa go bona gore ba ka inamola jang mo lehumeng. O kopile Batswana go itlela ka megopolo ya gore ba ka dira eng mo matshelong a bone ntle le dithuso tsa puso.Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba Legare ba rebotswe go lema Bogosi kwa Gammangwato bo boloditse letsema. Morafe, dikgosi le dikereke ka go farologana, di ne di phuthegetse kwa kgotleng ya Serowe, go tla go amogela molaetsa wa letsema le go rapelela pula. E rile a bolotsa letsema ka Tshipi, Phalane a tlhola ga rataro, motshwarelela bogosi jwa Gammangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, a kopa morafe wa Bangwato go ipaakanyetsa dipula tsa ntlha ka manontlhotlho. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa ka ngwao ya bone, letsema le bolodiwa ka Tshipi wa ntlha wa kgwedi ya Phalane ngwaga le ngwaga, ka e le nako e ka yone pula e simololang go na. A re fa go bolodiwa letsema gape go rapelelwa le pula, mme a kopa morafe go rapela thata gore pula e ne mme ba ye masimo ba ye go baya ditema. O ne a tlhalosa gore e re ba ntse ba letetse pula, ba ipaakanye ka tsotlhe gore fela fa pula ya ntlha e na, le bone ba bo ba le mo seemong sa go simolola go lema. Kgosi Kgamane o ne a gakolola morafe go baakanya tshotlhe, menontshane, dipeo, go epiwe disana, diterekere di nne mo seemong se se siameng le gore magora a tlhatlhaganyetswe, go itsa leruo bogolo jang dikgomo go ba senyetsa. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgamane o ne a kopa barui go tlhokomela dikgomo tsa bone gore di se ka tsa senyetsa balemi, a tlatsa ka gore dikgang tsa dikgomo tse di senyetsang batho di ile magoletsa. A re dikgang tse tsa tshenyo ya leruo di tshwenya fela thata, mme e bile puso e kopile dikgakololo mo bogosing mabapi le bothata joo. O ne a gakolola morafe wa gagwe gape gore e re ba ntse ba ipaakanya jaana, ba dirise le dikgakololo tsa balemisi, ka di ka ba sologela molemo fela thata go tlhabolola temo ya bone bogolo jang ka ba rotloediwa go lema ka ditselana. Kgosi Kgamane o ne a gakolola gape le boraditerekere go lemela batho sentle, ba tswe mo moweng wa go phaka masimo ba lebile dituelo mme ba felele ba lemela batho ba itlhaganetse. O ne a tlhagisa le balemi gore le bone ba tlhokomele temo ya bone thata, a tlatsa ka gore lefatshe leno le ikaegile ka temo ka e jesa Batswana, ka jalo ba tlhokomele masimo, ba tlhagole gore dijwalo di se ka tsa hupetswa ke mhero. A re tlholego ya Motswana ke temo, ka jalo ba tseye temo ya bone ka tlhwaafalo gore dijo di bonale. E ntse e le ka letsema, Kgosi Kgamane o ne a tlhalosetsa morafe wa gagwe gore ditsheko tsa tetlano di tsile go emisiwa go fitlhelela temo e fela. A re se, ke go fa batho go lema le go tlhokomela masimo a bone ba phutholegile, mme a kopa morafe go se tshwarane ka dipelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Komiti e a abela mo-na-le bogole E rile ka Labotlhano, mophato wa twantsho borukutlhi wa Shageng–Molehele kwa Letlhakeng wa bo o tshwere kabo dimpho go diragatsa letshego lengwe la tebelopele ya 2016 ka go abela mo-na-le bogole ebong Botsutsu Adam. Fa a simolola ka go supa maikaelelo a letsatsi leo, Inspector Mavis Mbaiwa a supa fa moono wa letsatsi leo e ne e le itshupa ga mophato wa twantsho borukutlhi mo setshabeng le gone go ithekisa mo go bone ka ditirelo tse ba di dirang. Inspector Mbaiwa are ba twantsho borukutlhi ba ne ba dira kabo dimpho eo go bontsha morafe fa ba sa itebaganya fela le tsa twantsho borukutlhi mme ba itebagantse le gone gape go thusa ba ba kobo dikhutshwane. O tsweletse a kaya fa mophato oo wa twantsho borukutlhi wa Shageng–Molehele o ne o leka gape go itsalanya le morafe ka yone tiro ya go abela ba ba tlhokang. Fa a latlhela la gagwe Moeteledipele wa mophato wa twantsho borukutlhi wa Shageng–Molehele,Mme Mmaselelwane Gakeofetse o ne a kaya fa tiro ya go thusa Rre Adam ba sale ba e simolotse ka ngwaga wa 2014 ka go kokoanya madi go reka tse ba di abelang Rre Adam. O boletse fa ba simolotse ka go kokoanya masome a mabedi a dipula mongwe le mongwe wa bone mo mophatong mme ba lemoga fa a le mannye ka jalo ba felela ba dira dipampitshana tse ba ka kopang thuso ya madi ka tsone mo morafeng. A re ba gwetlilwe go thusa Rre Adam ke mabaka a a farologanyeng a tshwana le botlhoki le bo na le bogole. A re ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke go nna ba bona Rre Adam a tsamaya mo motseng a sa apara mme seo sa ba ama thata mo dipelong. Mme Gakeofetse o ne a kaya fa ba abetse Rre Adam diaparo di akaretsa dikipara le marokgwe,dikobo le leterase mme di lopile madi a a kanang ka P800. O ne a kaya fa gape a itumeletse tirisanyo mmogo ya bone le mong wa lebenkele la Riverside/Mmewampona Gen Dealer,Rre Neo Khakhunzi go thusa ka dimonamone tse di neng di jewa gone ka letsatsi la kabo dimpho eo. Morago ga go amogela dimpho tseo boemong jwa moabelwa ga Rre Botsustu Adam,Malomaagwe Rantshesane Molete o ne a kaya Rre Botsutsu Adam e le mo na le bogole yo o sa kgoneng go ikapesa,yo o sa kgoneng go itlhapisa le gone go ikapeela tota. A re Botsutsu ke motho yo o lorato mo bathing ebile a ratiwa ke batho le ene. O ne a tlhalosa fa a itumeletse go bo ba twantsho borukutlhi le bone ba kgona go tsenya lebogo mo go thuseng setshaba,are batho ka bontsi ba tlaa lemoga fa ba mephato ya twantsho borukutlhi ba sa itebaganya fela le tsa borukutlhi. Fa ama bana ba gagwe ka lefoko,Assistant Supritendant Daniel Katse,o kaile fa mowa o ba twantsho borukutlhi ba o dirileng e le mowa o montle fela thata,are go botlhokwa thata go nna go gakologelwa ba ba sa kgoneng go itirela. O ne gape a kopa ditlhophana tse dingwe tsa twantsho borukutlhi tsa Dikgotla tse dingwe go kopisa mo go se ba mophato wa Shageng – Molehele o se dirileng. Fa a wetsa,Assistant Supritendant Katse o ne a kopa morafe o o neng o tsene kabo dimpho go ikela tlhoko jaaka malatsi a boitapoloso a morena a goroga. Are o kopa gore morafe o itshware ka botho fela jaaka ba ntse ba itsaya. O ne a kopa gore botlhe ba ba tsenang mo mesepeleng e meleele go ipaa mo dithapelong go tsamaya ba babalesegile. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Borre ba maoto a tshupa E re le ntswa kgotla e le lefelo le go amoganwang dikitso ka mananeo a puso le dikgang dingwe tsa botlhokwa, borre ba kgaletswe mokgwa wa go itlhokomolosa go tsibogela diphuthego tsa kgotla. Seo se builwe ke kgosi ya Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Ngaka Ngaka bosheng. Kgosi Motshegetsi Puleng o supile matshwenyego a gore batho ba le bantsi ga ba na kitso ka mananeo a puso, segolo jang a a ka ba namolang lehuma ka gore ga ba ke ba tsena diphuthego. Kgosi Puleng a re ke makgetho a le mmalwa go biditswe diphuthego mo motseng wa gagwe ke badiri ba maphata a a farologanyeng le mapalamente go tla go amogana le setshaba ka mananeo a puso mme borre ba iponagatse ka dipalo tse di boutsana go na le bomme, a supa fa seo e le go ithontsha tshwanelo ya bone ya go tsaya karolo mo go tlhabololeng motse. A re mananeo a puso, ditshwetso le dikgang tsa botlhokwa di amoganwa kwa dikgotleng mme a gwetlha borre go emisa mokgwa oo ka go dira jalo e ka nna sekgoreletsi mo maitekong a puso a go leka go inola Batswana mo lehumeng ka ntlha ya go tlhoka kitso ka mananeo. O boletse fa tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e le botlhokwa ebile motse o ka se tlhabologe fa morafe o sa tseye kgotla ka tlhwaafalo.A re kgotla ke lefelo le le tshwanetseng go tlotla ka e le gone kwa thulaganyo ya puso ya batho ka batho e simologang teng. E ntse e le ko phuthegong eo, kgosi o ne a supa fa mananeo a puso a tshwana le la Ipelegeng a tsweletse sentle ntswa ba santse ba ngongorega ka la nyeletso lehuma le a supang fa le goroga ka monokela ntswa go santse go na le bontsi jo bo santseng bo aperwe ke lehuma la nta ya tlhogo. A re bangwe ba isiwa ithutuntshong ya go dira ga mananeo a mangwe, mme fa ba tswa koo ba nna fela go sena se ba se dirang ka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolola dikgwebo tsa bone di tla monokela. O kopile mo go ba ba lebaneng go tsibogela go fefosa go gorosa mananeo a puso kwa setshabeng gore maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana a atlege. society 9 Se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata Rre Segopotso Samo wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe le Rre Lucky Mosala wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa ba Kanye ba ikopantse go rua dikoko tsa mae. Mo potsolosong bosheng, Rre Mosala a re ba filwe dithuso tsa madi ke lephata la banana le ngwao ngwaga ono o simologa. “E rile re bona re na le botsipa e bile bo tshwana ra bo re dumalana go ikopanya gore re ikopele madi mo pusong go simolola kgwebo ya thuo ya dikoko tsa mae’’ a tlhalosa jalo. O tlhalositse fa ba thusitswe ka dikete tse di robang bongwe tsa dipula go reka tsotlhe tse ba ka di tlhokang mo thuong ya dikoko. A re ba ne ba kgona go reka dikoko di le makgolo a mane le dikutla tse di tsalelang di le nne tse di tsenyang dikoko tse di lekgolo e le ngwe. Rre Mosala o tlhalositse fa ba ne ba sa fiwa dithuso tsa madi fela ka ba ne ba isiwa sekoleng sa thuo ya dikoko selekanyo sa dibeke tse pedi mme ba tla ba amule go le gontsi. A re ba ne ba rutiwa ka malwetse a dikoko le dijo tsa dikoko go simolola fela fa di thubiwa mo maeng. A re kitso e ke yone e tshegeditseng gore dikoko tsa bone di bo di ise di bolaiwe ke malwetse a dikoko go fitlha mo nakong eno. E rile a latlhela la gagwe, Rre Samo a re fela jaaka dikgwebo tse dingwe le bone ba lebanwe ke kgwetlho ya phiriso ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. A re kgwetlho e nngwe ke gore dijo tsa dikoko di a tura mo lefatsheng leno. O tlhalositse gore kwa ntle ga dikgwetlho tse, kgwebo e dira sentle fela thata e bile e fetotse matshelo a bone ka ba kgona go thusa malwapa a bone. “Tota mo nakong ya gompieno re lebile thata gore re kgone go busa bontlha bongwe jwa madi a puso e re thusitseng ka one, gore re kgone go thusiwa gape gore re reke tse di tlhaelang bogolo thata koloi e re ka e dirisang go isa dithoto tsa rona ko bareking sentle’’ a tlhalosa jalo. Rre Samo a re ba eletsa gore kgwebo ya bone mo dingwageng di se kae e bo e godile ba ruile mefuta yotlhe ya dinonyane jaaka dikgaka, dikoko tsa nama le diphikoko gareng ga tse dingwe. O tlhalositse fa ba eletsa go bona ba kgonne go thapa batho ba bangwe e le ntlha ya go thusa banana jaaka bone ba ba senang lesego la go bona ditiro. Rre Samo o ne a rotloetsa banana gore ba seka ba ne ba itsapa le fa ba busiwa gantsi kwa diofising gotwe ba ye go baakanya ikopelo kgwebo ya bone. “Banana ka bontsi fa ba bona ba bosiwa gantsi gotwe ba ye go baakanya ba tsamaela ruri ba re ga ba fiwe thuso sentle mme ba kgobege marapo ba bo ba felela ba tlogetse ka go kopa dithuso tsa mananeo a puso”. economy_business_and_finance 3 Bagwebi bangwe ba bone motswedi Setswana se se reng metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi se lebanganye le barekisi bangwe ba ba tsamayang ba rekisa dithoto ka go farologana kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. Barekisi ba, ba tsamaya ka malatsi a go amogedisiwang bagodi madi a bone a tandabala. Mo potsolosong le bagwebi bangwe ba ba fitlhetsweng kwa Dimajwe bosheng, ba kaile fa ba bone gore ba ise ditlamelo dingwe kwa bagoding kwa metseng e e kgakala le Serowe, go ba fokoletsa mosepele. Ba re bontsi jwa bagodi ba, ba nna kwa metseng e e kgakala e bile e sena marekisetso. Rre Moisaraele Ramosukujane yo o rekisang diaparo, dilwana tse di tlhapang, dikamo, disupanako le dimonamone o boletse fa kgwebo ya bone e dira sentle thata ka nako ya dikamogelo tsa bagodi. Are selo se se dirwa ke gore ba reka mo go bone gone foo go na le go palama gape ba latela dilwana tse ba di batlang kwa metseng e metona jaaka Serowe e e nang le marekisetso a a botoka. Mme Kelebang Mosarwe yo o rekisang merogo le maungo o supile fa bagodi ba amogetse kgwebo ya gagwe e bile ba rata thata fa ba tiseditswe ditlamelo. O boletse fa ba dira jalo e le go kgaola bagodi maoto go ya bokgakaleng ba latela marekisetso. A re le mororo go na le kgwetlho ya tlhaelo ya leokwane, ga ba ipone tsapa go tsamaya le metsana ba rekisa tse di tlhokafang. Rre Jobe Tekere, wa letso la Sezezuru o rekisa dikgamelo, dikotlele tse di tlhapelang le ditloloko tsa leruo ga mmogo le dikgamelo tse di thuthafatsang metsi. O boletse fa ba tswa Serowe mme kgwebo e tsamaya sentle kwa ntle ga tlhaelo ya leokwane e e kgoreletsa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Komiti e kgala batsadi Maloko a komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se segolwane sa Maun ba re ba tshwenyegile ka batsadi bangwe ba ba gogang maoto mo thutong ya bana ba bone. Ba ikuetse mo go Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi fa a ile go lekola sekole seo bosheng. Ba re batsadi le fa ba bilediwa merero ya bana ba bone mo sekoleng ba nna moriti o tsididi fela. Ba re go le gantsi ba tla fela dikole di bulwa mme go tsweng foo ba tsena ka lenga la seloko. Ba re dikgwetlho tse sekolo se lebaneng le tsone di rotloediwa ke go tlhoka go tshwaraganela thuto ya baithuti le batsadi. Ba re baithuti bangwe ba tlhaela le yone tlhokomelo kwa malwapeng ka ba nna ba le nosi fa batsadi ba bone ba le kwa merakeng. Ba tlatsa ka gore seemo se se rotloetsa botlhoka tsebe mo baneng ka ba sena ope yo o ba kgalemang. Mothusa moeteledipele wa komiti, Mme Mavis Mafuta o boletse fa batsadi bangwe ba sa tlotle barutabana ka jaana ba dirisa mafoko a a maswe fa ba bua le bone, se se tsala tlhoka tirisano mmogo. Le fa gontse jalo Mme Mafuta a re komiti e dira maiteko go tlhabolola sekole a supa fa ba kgonne go agelela ka lobata ka jaana sekole se ne se fetogile lesaka la diruiwa. Fa a iteela kobo moroko, modulasetilo wa khuduthamaga ya sekole, Mme Olga Seretse o ne a tlhalosa fa go tlhoka kemo nokeng ya batsadi mo thutong ya bana go digela maduo a sekole kwa tlase. A re ke boaamaruri gore batsadi bangwe ba dirisa mafoko a a maswe fa ba buisa barutabana. Mme Seretse o tsweletse a re go lebega thuto e tlhaela mo batsading ka ba sa kgathale ka bokamoso le botlhokwa jwa thuto mo baneng ba bone. Fa a ama kgang ya madubadube a a neng a aparetse sekole ngogola, Mme Seretse o ne a tlhalosa fa maiteko a dirilwe go sidila baithuti maikutlo ga mmogo le barutabana. A re ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go ikgolaganya le ba komoti ya baruti go batla tharabololo mme a supa fa maiteko a tsweletse ka ba emetse baithuti ba lokwalo la bone go goroga ba tle ba simolole tiro. O boletse fa ba ikemiseditse go dira ka natla go phepafatsa le go tlhabolola maduo a sekole ngwaga one. Fa a tsibogela dikgang tseo, Dr Venson-Moitoi o tlhalositse fa a itse ka maitsholo a a makgasa a baithuti. A re o utlwaletse dikgang tseo kwa diphuthegong tsa kgotla gore baithuti ba nna fela kwa mafelong a maitiso. O kopile ba lephata la thuto mo Maun go tla ka methale e e ka rarabololang mathata a sekole. A re ba ka ikgolaganya le magosana go ba thusa go lemotsha batsadi botlhokwa jwa thuto. BOKHUTLO education 4 Ba gwetlhilwe go intsha kwa morago Banni ba Tshesebe ba rotloeditswe go dira ka natla go tlhomamisa gore motse wa bone ga o salele kwa morago mo ditirong tsa botlhokwa. Se, se builwe ke moemelakgosi wa motse oo, Rre Basupi Mokgosi ka Tshipi, fa a ne a amogela batsena moletlo wa go lebogela dipula tse di namagadi tsa bosheng. Kgosi Mokgosi o ne a supa fa go tshwenya go bo morafe o sa tshologela tiro eo ka bontsi jo bo neng bo solofetswe, le mororo go se ope yo o neng a batla go ka salela kwa morago ka nako ya fa go rapelelwa pula. A re tsholofelo e ne e le gore kgotla e bo e penologa, e le tsela ya go supa ditebogo ka jaana dithapelo tsa bone tsa kgwedi yotlhe ya Lwetse ngogola di arabilwe. Go sale foo, Kgosi Mokgosi o ne a leboga bogogi jwa lefatshe leno, segolo bogolo Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, go bo a na le ponelopele mo go gogeng tshaba. A re go ikanya Modimo ga ga Tautona ke seikokotlelo se se nonofileng, ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba retologele kwa Modimong go sala morago tsela e e betlilweng ke Tautona. Mo go tse dingwe, Kgosi Mokgosi o kopile barui go ititaya ka thupana go tlhomamisa gore loruo lwa bone ga lo senyetse ba ba lemileng. A re e ka nna matlhabisa ditlhong gore e re puso e tshetse madi a a seng kana ka sepe mo temong, balemi ba bo ba tswa ba iphotlhere ka ntlha ya loruo. O ne a gwetlha balemi go tlhokomela masimo a bone go tlhomamisa gore ba bona thobo e e nametsang e bile e tsamaelana le selekanyo sa dipula tse ba di amogetseng. O supile fa mokgwa wa go phuaganya masimo morago ga go lema o sa jese diwelang. A re Batswana ba tshwanetse ba lemoga fa madi a puso e a dirisang go ba lemela e le a bone, ka jalo go le botlhokwa gore ba dira go bonala go tlhomamisa gore ga a wele ka motlhobodika. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Daniel Moipolai o tlhalositse fa go tlhabisa ditlhong go bo morafe o sa tsibogela tiro eo, a tlatsa ka go re go a tshwenya go bo go ne go sa tsisiwa ditswa-tshimong dipe kwa tirong eo jaaka go ne go dumalanwe. O gwetlhile banni go emela motse wa bone ka dinao, a bolela fa go se ope yo o ka tswang go sele go tla go tlotlomatsa serodumo sa motse wa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a akgola batho ba ba felelang mo seatleng, matsapa a ba a tsereng go tsena tiro eo. O ba kopile go sa kgojwe marapo ke sepe, a ba rotloetsa go seke ba ipona tsapa go tsena ditiro tsa motse fa bogogi bo tlhaba mokgosi .Moruti Andry Sebeela o gateletse botlhokwa jwa go ikanya mo Modimong mo mabakeng otlhe a botshelo. A re e re ka jaana batho gangwe le gape ba iphitlhela ba raletse dikgwetlho tse di bokete tsa botshelo, Modimo ke one fela o ka ba kgontshang go ema ba tsepame go fitlhelela mabaka a a thata ao a feta. Moruti Sebeela o ne a supa fa ope yo o eletsang go nna mme kana rre wa tlhwatlhwa, a tshwanetse a lemoga ka botlalo botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo. Fa a ntsha lefoko la malebo, mokhanselara wa Tshesebe, Rre Moses Maloiso, o akgoletse banni ba motse oo go bo ba ne ba gakologelwa moletlo oo. O ba gakolotse go tswelela ba tshegetsa moletlo oo le mo dingwageng tse di tlang, go sa kgathalesege gore ba bone thobo e e kae. Bokhutlo society 9 Logonyana ga le robatse kgosi Mothusa Kgosi wa Molapowabojang kwa kgaolong ya Borwa, Kgosi Michael Ratsoma o boletse fa majalwa a a seng ka fa molaong a rekisiwa ka bokete mo a koafaditseng banana ba motse oo ka bontsi. Kgosi o ne a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Mme Lenah Mahalelo a patilwe ke ba maphata a khansele, maikaeleleo e le go isa ditirelo tsa khansele kwa Molapowabojang le Lotlhakane Phukwi a tlhola ga rataro. Kgosi Ratsoma o boleletse kokoano eo gore go na le bojalwa jo bo tumileng thata mo motseng jo go tweng logonyana jo bo nowang phetelela mo Molapowabojang. O boletse fa bo rekisediwa mo dikamoreng e bile bo koafatsa mmele thata. A re bo kgobola banwi ba jone melomo le meriri e a tlhofofala, letlalo le lone le setlhefala mme motho wa teng a latlhegelwa ke mmele. O boletse fa bo ratwa bobe ke banana ba motse. Kgosi o boletse fa a lekile go kgalema mme seemo se sa fetoge. O boletse fa baapei ba bojalwa joo ba setse ba mmitsa logonyana ka a ba kukunela go ba itsa go bo dira. Kgosi o boletse fa go na le a mangwe a a tshwanang le logonyana a a bidiwang Tiripa Kgosi, sekipa se ntekanye, chibuku power, moterepa le laela mmago. Kgosi gape o ngongoregile ka dikgosana tse di thusang dikgosi tse di sa duelweng, a re ba akanyediwe go atswiwa gore le bone ba tie moko. Mo go tsedingwe, kgosi o gakolotse morafe go ne o tlhopha dikgosi tse di iteilweng seatla, ba itse go bala le go kwala gape ba itse molao wa Botswana. E ne e rile pele Mme Mahalelo a bolela fa ba simolotse lenaneo la go etela metse beke le beke ba isa ditirelo tsa khansele go na le gore batho ba latele ditirelo kwa Kanye, le ntswa ba tlhaelelwa ke bodiredi le dikoloi. Mme Mahalelo o boletse fa metse mengwe e sa dirise lenaneo la Ipelegeng sentle ba tlhola ba robetse ba sa dire ditlhabololo fa metse mengwe yone e dira sentle thata mo motlhala wa ipelegeng o bonalang. O ba kopile go dirisana mmogo le dikomiti tsa metse go itlhabolola. O ba kopile go phepafatsa tikologo ya malwapa a bone go na le gore ba letle ba ipelegeng go tla go ba phepafaletsa. O boletse fa itsholelo e sa ntse e le ko tlase mme a kopa gore ba dirise Ipelegeng go tokafatsa matshelo a bone. Baagi fa ba akgela ba kopile gore ditsela tse di fa gare ga motse di nne di kgobolwa kana di tsenngwe sekonotere. Ba ngongoregile ka leruo le le gobeyang mo motseng ba bolela fa le ja ditlhare tsa bone tsa makgabisa. society 9 Mapalamente ba dumela molao kakanyetso Mapalamente a dumelane ka bongwefela jwa pelo molao kakanyetso wa tsenyo tsetla mo molaong wa lekgotla la boikuelo la Setswana wa 2012 No. 21 wa 2012 (Customary Courts {amendment} Bill, 2012 {No. 21 of 2012}). E re le fa go ntse jalo, e ne ya re ba a akgela mo molaong kakanyetso o ba neng ba o bewa pele ke tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, gape e le mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele, mapalamente a supa matshwenyego a bone segolo bogolo ka seemo sa makgotla a Setswana. Mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi o ne a ngongorega thata ka seemo se makgotla a mantsi a Setswana a a senang bonno jo bo siameng le ntswa a tshwere tiro e e bokete ya go sekisa dikgang tse di farologaneng tsa metse. Rre Mmolotsi o ne a fa sekai ka kgotla ya Phase IV kwa Francistown, e a reng seemo sa yone se utlwisa botlhoko, segolo bogolo motho a lebelela fa bookamedi jwa lekgotla bo direlang teng. Rre Mmolotsi o boletse fa ofisi e e le nnyennyane e bile e ka baka mosuke fa batho ba tsile go kopa thuso. O ne bolela fa kgotla la Phase IV e na le le setsha se le saleng le se bewa mme a kopa gore fa go ka bonwa madinyana go agelwe babereki ba kgotla eo diofisi. “Kgang e e ne e le mo lenaneong la ditogamaano tsa lefatshe mme ke ne ka kopa gore tona o senke madi golo gongwe ko o ka a bonang teng gore segolo re age diofisi tse di botokanyana batho ba fudugele koo ba tle ba bereke go lebega gore ba na le sereti.” Rre Mmolotsi o ne a tswelela a kopa tona go leka bojotlhe go fefosa phetolo fa baokamedi ba makgotla a setswana ba ikopela kokeletso ya konteraka fa nako ya bone ya go tlogela tiro ka bogodi e gorogile. A re go dira jalo go tlaa itsa ketsaetsego mo go bone. Rre Mmolotsi o ne a kopa gape gore kgang ya go kgwathisa e e e mo molao kakanyetsong e tlhalosege, Magosi e seka ya nna one a ikgethelang gore ba kgwathisa batho dithupa di le kae ka go ka tloga ga tsosa mathata. O ne a kopa gore a bogolo go nne le seelo se se papametseng sa gore motho o ka kgwathisiwa dithupa di le kae. Mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta Rre Rayner Makosha ene o ne kopa tona gore lephata la makgotla a Setswana le lone fela jaaka maphata a mangwe le sekegelwe tsebe, a tlhalosa fa go lebega le tlhaediwa matlho thata. Rre Makosha o ne a re gore molao kakanyetso o o ntshe maduo a a nonofileng, Dikgosi di tshwanetse tsa tlhatlhelelwa thata ka tsa melao, e se re gongwe ba iphitlhele ba gotlhagotlhane le molao motheo wa lefatshe la Botswana. “Mo maphateng a mararo la Tsamaiso ya Dikgaolo la Dikhansele, la Tsamaiso ya Morafe ke lephata le le ko tlase thata, le fa re ntse re re re batla go neela Magosi dithata jaana. O tlaa fitlhela Kgosi e le mongwe wa batlhotlhomisi ba kgang e mosekisiwa a e sekelang, mme go ka tsisa kgotlhang mo kgannye e e tshwerweng e re ko bofelong fa molao o setse o lebelelwa go bo go fitlhelwa seemo se e le kgotlhang e e ka gololang modira molato.” Mopalamente yo mongwe e bong Rre Mephato Reatile wa Ngwaketse Bophirima, le ene o ne a re a makgotla a Setswana a tokafadiwe ka go supega fa gompieno Dikgosi le dikgosana ba lela selelo se se mo pontsheng ka letlhoko la dikoloi le gone fa ba direlang teng tota. Rre Reatile o ne supa matshwenyego ka gore gantsi lephata la tlhabololo ya metse ya magae go lebega le tlhokometse thata dikhansele ka di patagane thata le diofisi tsa ga Molaodi, a tlhalosa gore o fitlhela go tlhomilwe leitlho thata kwa go bone fa go kopiwa madi fa ba lephata la tsamaiso ya makgotla a Setswana bone ba tla morago. “Ke gore go na le bothata jo botona mo e leng gore le fa Kgosi a re o tlogela tiro ka bogodi go na le kgwetlho e ntsi gore a bone madi a gagwe, o a bona ka tshokolo, re ipotsa gore mathata a lephata le a tswa kae.” Rre Reatile o ne a tswelela gape ka go kopa tona gore a dikago tse di akanyediwang go agwa tsa kgotla ya Setswana ya boikuelo di isiwe kwa motseng mongwe ka ke gone ko motheo wa bogosi o leng teng, go na le go agwa mo ditoropong. O supile fa go dira alo go tlaa supa fa Batswana le bone ba ipela ka ngwao ya bone e bile ba batla go supegetsa lefatshe ka bophara motheo wa Lekgotla la Setswana. Erile a latlhela la gagwe Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole, le ene a kopa tona go tokafatsa seemo sa makgotla a Setswana ka a direla mo seemong se se sa itumediseng. Rre Mangole o ne a fa sekai ka Lekgotla la Setswana la Kgatleng a re seemo sa lone ke matlhotlhapelo. O boletse fa babereki ba koo ba direla fa e neng e le ntlo ya ga Kgosi Lenchwe wa ntlha mme go sa fe babereki tlhotlheletso e ba e tlhokang go dira tiro ka manontlhotlho. O ne kopa gape gore molao kakanyetso o, o sekegele tsebe ditsamaiso tsa Setswana e se re gongwe tona a iphitlhela a tsene mo mathateng. BOKHUTLO society 9 Morafe o kopiwa go thusa puso Morafe wa Siviya o gakolotswe go nna matlho a puso mo go kanokeng gore a badirelapuso ba ntsha ditirelo tsa tlhwatlhwa. Se se builwe ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati Rre Kgotlaetsho Morakanyane kwa letsatsing la go isa ditirelo kwa bathong le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo bosheng. Rre Morakanyane o ne a bolela fa go le botlhokwa gore setshaba se dirise ka botlalo thulaganyo ya bosheng ya gore baikopedi ba ditirelo tse di farologanyeng tsa puso ba tlatse difomo go tlhalosa ka fa ba thusitsweng ka teng mo diofising tsa puso. A re ba tshwanetse ba lemoga fa difomo tseo di tlaa thusa thata mo go supeng gore bodirelapuso bo tlhaela fa kae, mme seo se fe baeteledipele sebaka sa go tla ka maano a go baakanya seemo fa dilo di ka tshokane di dule mo tseleng. Rre Morakanyane o ne gape a supa fa go le botlhokwa gore difomo tseo di tladiwe le mo mabakeng a go ntshiwa ga ditirelo go nnileng ga maemo a a kwa godimo; a tlhalosa fa go dira jalo go tlaa letla gore badirelapuso ba ba dirang tiro ya bone ka boineelo ba lemogiwe ba bo ba akgolwe. Fa a gatelela botlhokwa jwa letsatsi la go isa ditirelo kwa bathong, Rre Morakanyane o ne a tlhalosa fa puso e ne ya lemoga fa Batswana bangwe ba ketefalelwa ke go ka akola ditirelo tse di farologaneng tsa yone, mme ga simolodisiwa letsatsi leo e le tsela ya go di ba atametsa ka dinako tse di rileng. Fa a ema batsena-tiro eo ka lefoko, modiri wa lekalana la tokafatso maduo la Botswana National Productivity Centre (BNPC) Rre Smart Montsho o ne a ikuela mo maphateng a a farologaneng a a neng a isitse ditirelo kwa motseng oo go lemoga fa ka dinako tsotlhe ba tlamega go ntsha ditirelo tsa boleng. A re ba tshwanetse gape ba sekaseka ditsamaiso tsa bone go tlhola gore a ga di kgoreletse maiteko a bone a go ntsha ditirelo sentle; a tlhalosa fa gape ba tshwanelwa ke go tlhomamisa gore setshaba se itumelela se bo se kgotsofalela ditirelo tse ba di se fang. Rre Montsho o ne a boa a kopa maphata le makalana a a farologaneng a a tshwaraganetseng tiro le puso go ela tlhoko mekgwa le boitsholo jwa badiri ba bone, se e le tsela ya go netefatsa gore baikopedi ba ditirelo ga ba thusiwe ka setho le maitseo a a sa eletsegeng. Go sale foo, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore diofisi le gope fa go direlwang teng go nne ka metlha go babalesegile e bile go le phepa go tlhomamisa gore matshelo a badiri le a morafe ga a nne mo diphatseng ka tsela epe. Letsatsi leo le ne le phuthile maphata a puso a akaretsa khansele le a mangwe ka go farologana mme setshaba se ne sa akola sebaka sa go amogela ditirelo di le mmalwa di akaretsa go ikopela diteseletso tsa dimausu, go shafatsa dikarata tsa Omang, ga mmogo le go amogela dithuto ka ditirelo tsa maphata a a farologaneng a puso a bontsi jwa one bo fitlhelwang kwa motseng wa Masunga. politics 7 Matlalo a tlodisa banana melatswana Ammaaruri phokoje go tshela yo o dithetsenyana. Se, se rurifaditswe ke banana ba Tshokwe ba ba inaakantseng le
tiro ya go suga matlalo le go roka dibeke le mabante. Mo potsolotsong, Mme Lentetsemang Keraetswe wa
madirelo a Tshokwe Tannery o supile fa letlhoko la ditiro le ne la mo pateletsa
go ikopanya le ba ofisi ya boipelego go mo thusa ka madi go simolola kgwebo ya
go suga matlalo le go a rekisa. O supile fa kopo ya gagwe e ne ya atlega mme ya re ka kgwedi
ya Mopitlwe monongwaga a simolola kgwebo ya go suga matlalo le go a rekisa. Mme Keraetswe o tlhalositse fa a ne a ikopanya le banana ba
le lesome le bongwe go mo thusa go tsamaisa
kgwebo eo. A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go suga matlalo le go
a rekisa, go roka ditlhako, dibeke le mabante. O supile fa ba suga matlalo ka diatla ka ba sena didirisiwa
tse di ka a sugang. Mme Keraetswe o tsweletse ka go tlhalosa fa ba matlhoko a
leruo ba thusa ka metswako kana melemo e e tshwanang le ya Lime gammogo le
metako e e takang matlalo gore a kgatlhise. Mme Keraetswe o supile fa ba dirisa matlalo a diruiwa tsa mo
gae go akaretsa dikgomo, dipodi le dinku ka go bo a diphologolo tsa naga ba ise
ba nne le tetla kana setlankana sa go ka letlelelwa go a dirisa. O supile fa matlalo a ba a rekisang a kile a gapa sekgele
kwa ditshupong tsa Sefophe. O tlhalositse fa gompieno matlalo ao gammogo le dithoto tse
ba di rokang ba di rekisa mo motseng wa Tshokwe le metse e e mabapi jaaka
Bobonong le Selebi Phikwe ka ba ise ba bone mmaraka. Mme Keraetswe o supile fa letlhoko la koloi le lone le ba
beile ka fa mosing ka ba sena se ba ka se dirisang go rwala dithoto tsa bone go
ya go di rekisa. economy_business_and_finance 3 Batawana ba ipaakanyetsa Tautona Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o roletse boo-Tawana loeto lwa ga Tautona kwa phuthegong ya kgotla e e neng a e buisa kwa kgotleng kgolo bosheng. A re le fa diromamowa le Botswana Television di setse di lo kuetse, fela o bona go le botlhokwa go lo ba rolela semmuso. Kgosi a re Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o diritse lefatshe leno ka bokgeleke a santse a le mmotlana go fitlhelela gompieno, a tlatsa ka go re keletso ya gagwe ke gore ba mo laele ka tsela e e faphegileng. A re ke selo modiro gore bo Tautona ba lefatshe leno fa ba setse ba digetse lobaka lwa bone ba a laela, mme Batswana ba ba direle dimpho tse di ba lebanyeng. O ne a kopa gore le ene Tautona Khama a direlwe dimpho tse di kgotsofatsang e sere gongwe ba gaisewa ke dikgaolo tse dingwe. Kgosi Moremi a re Tautona ga a tle go etela metse epe e mennye mme o tlaa bo a le fela mo dikgotleng tse di tona. A re ope fela yo o nang le mpho a ikwadise, a tlatsa ka go re ba ntshe le megopolo ya gore letsatsi leo le ka tshwarwa ka tsela e e ntseng jang. Kgosi o ne gape a eleletsa morafe wa gagwe keresemose e ntle le ngwaga o mosha, a ba kgothatsa gore ba seka ba iphetisa dino le gone go kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dino gore ba kgone go fokotsa dikotsi tsa tsela le dintsho. Le fa go ntse jalo, Batawana ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka tsamaiso e e dirilweng ke ofisi ya ga molaodi ba re o ka bo a rulagantse pele le ba bogosi go na le go tshwara puisanyo le badirelapuso pele ba bua ka loeto loo. Ba re Tautona o laela setshaba e seng bodirelapuso. Mme Tuduetso Segosebe o ne a re gompieno ka thulaganyo ya ga molaodi go buiwa ka dikgotlana fela. A re o ipotsa gore seabe sa kgotla kgolo ya Batawana ke eng ka e le gone kwa Tautona a tlang go laela setshaba sa gagwe teng. Kgosi Oleo Ledimo o ne a re sebe sa phiri ke gore jaanong le yone ofisi ya ga molaodi ga e na kemedi mo phuthegong eo mme a re go lebega go na le dilo dingwe tse dintsi tse di sa tsamayang sentle. Kgosi Charles Letsholathebe o ne a re ene ga a bone molato ope mo tsamaisong ya ga malaodi ka a dirile gore bodirelapuso bo ba tswe maoto go ba ela kwa dikgotlaneng, a tlatsa ka go re kana le bone batho fa ba bidiwa ga ba tle go tla go itseela molaetsa. O bile a tlhalosa fa go ya ka ene a itse gore dimpho tse di tlaa bong di phuthilwe di tlaa rolwa kwa kgotleng kgolo e bile e le tsa Batawana botlhe e seng kwa dikgotlaneng jaaka batho bangwe ba akanya. BOKHUTLO politics 7 Ba ngongorega ka ditlamelo Banni ba metse ya Poloka le Mokgenene mo kgaolong ya Shoshong, ba boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Phillip Makgalemele, fa ba sa itumedisiwe ke go tlhoka ditlamelo di tshwana le dikokelwana tse di nang le matlwana a pelegiso mo metseng ya bone. Ba re ere ntswa lefatshe leno le na le dingwaga di le masome a mane le borobabobedi le ntse le ipusa, ga ba itumedisiwe ke go bona metse ya bone e tlhaelelwa ke ditlamelo tsa ditlhaeletsano le motlakase e bile ba santse ba na le ditsela tse di sa tshelwang sekontere. Ba kopile mopalamente wa bone go kopa puso go tshela ditsela tse di tshwaraganyang metse ya bone le ya Dibete, Mahalapye le Otse sekontere ka jaana ele gone kwa ba bonang ditlamelo teng. Le fa go ntse jalo, ba akgoletse puso go ba thusa ka lenaneo la Ipelegeng le la ISPAAD ka jaana ba bolela fa ba kgonne go ntsha dijo tse ba itshetsang ka tsone le go direla Batswana ba le bantsi ditiro. Ba boleletse Rre Makgalemele gore le fa puso e ba thusitse ka lenaneo la ISPAAD le nyeletso lehuma, ga ba itumedisiwe ke dikgomo tse di ba senyetsang dijwalo mo masimong le tiego ya go tlhoka go thusa batho ba ba ikopetseng dithuso tsa nyeletso lehuma ka nako e tshwanetseng. E rile Rre Makgalemele a tsibogela dilelo tsa bone mabapi le ditsela le go tlhoka matlwana a pelegiso mo metseng ya bone, a bolela fa mathata a bakilwe ke tlhaelo ya madi e e pateleditseng puso go seegela ditlhabololo dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa bo lesome kwa thoko. Rre Makgalemele o boleletse banni ba metse eo gore mo palamenteng e e tla tsenang morago ga ditlhopho tsa setshaba monongwaga, puso e tla a sekaseka go tsenya ditiro dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome mo go la NDP11Balemi barui ba Aferika Borwa, Rre Nkosi Ncenekala le Rre Fobby Radipotsane ba neng le bone ba tsene diphuthego tseo, ba kgothatsaditse banni ba kgaolo ya Shoshong go tsena ka mmetela mo temo thuong le go simolodisa makgotla a dikoporase a tshwana le a theko le thekiso le baji-bareki ka a ka kgona go direla banana ba lefatshe leno ditiro. Bokhutlo politics 7 Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa diphologolo Mogolwane wa mapodisi a a okametseng kgaolo ya No.9, Rre Masilo Motswiri a re ba tlhotlhomisa tiragalo nngwe e ba belaelang ele ya bogodu jwa diphologolo. O boleletse mo potsolotsong bosheng gore ba amogetse pego go tswa kwa go ba lephata la diphologolo kgwedi eno e tlhola malatsi ale matlhano mabapi le kgang e. O tlhalositse gore pego e ba e amogetseng ke gore badiri ba lephata la diphologolo ba kopane le borre bangwe ba le bane mo lefelong la diphologolo le le sireleditsweng mo kgaolong ya Khawa ba go belaesegang ele magodu mme ga nna le dikgogakgogano morago banna bao ba le botsa phokoje. Rre Motswiri o tsweletse ka go tlhalosa gore ba setse ba tshwere babelaelwa ba le babedi mabapi le kgang eo mme ba santse ba le mo patlong ya ba bangwe. Rre Motswiri ga a ka a tlhalosa gore banna bao ba ne ba tshotse eng kgotsa ba bolaile phologolo nngwe le gore ba ne ba dirisa eng mme a tlhalosa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Mogolwane wa ba lephata la diphologolo mo kgaolong eo, Rre Goitseone Lebonetse o supile fa a ka se kgone go akgela mo kgannyeng e, a tlhalosa fa a santse a emetse tetla go tswa kwa bagolwaneng ba gagwe. O kopile setshaba go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jwa mothale ope fela ka jaana meamuso ya lefatshe leno ele ya Motswana mongwe le mongwe. crime_law_and_justice 1 Sekole sa Ditsweletse se hekeediwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti - mogokgo Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ditsweletse JSS mo Letlhakane, Rre Nkarabang Nkarabang a re ba itemogela dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba lekwalo la ntlha ba ngwaga ono. Mogokgo o buile jalo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe kwa sekoleng seo ka bosheng. Rre Nkarabang a re ba ntse ba nna le palo ya makgolo a a supang mo dingwageng tse di fetileng, a tlhalosa gore gompieno ba na le bana ba le makgolo a fera bongwe le masome a mararo le bongwe. O tlhalosa gore sekole sa gagwe ke sa matlwana a borutelo a le lesome le boferabobedi a kgaogantswe ka mephato e meraro. Rre Nkarabang a re seemo se se ne sa dira gore ba nne le bana ba le masome a marataro le bongwe mo ntlong ya borutelo, a tlatsa ka go re ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba oketse matlo a borutelo a mophato wa ntlha go nna boferabongwe. A re matlwana a mararo a ba okeditseng ka one a ntse ga a a lekana mme ga gona kwa ba rutelang teng ba dirisa ntlo lehalaha le matlo a maranyane go rutela mo go one. Mogokgo a re koketsego e ya bana e ba beile ka fa mosing ka jaana ba ntse ba na le tlhaelo ya didirisiwa tse a reng ga di a oketsega. Rre Nkarabang a re ba tlhaelelwa ke ditilo di le makgolo mane, ditafole di le makgolo a matlhano le masome mararo le bongwe, a tlhalosa gape gore ga ba na madi a didirisiwa tsa thuto. A re gape ga go na dibuka tse di kwalelang, a tlhalosa gore bana ba ba nang le tsone ke ba ba reketsweng ke batsadi, a tlatsa ka go re le tse di balwang di tlhaelela kgakala. O tlhalositse gape gore ba tlhaelelwa ke barutabana ba le lesome le boraro, a supa fa go setse go tsile ba le babedi fela mo palong e, a tlatsa ka go re bana ba saletse morago mo dithutong. Mogokgo o boletse fa gape ba tlhaelelwa ke baapei ka ntlha ya koketsego e ya bana. Rre Nkarabang a re matshwenyego a mangwe a bone a matona ke a motlakase o o kwa tlase o o sa tshubeng kwa matlong mangwe go akaretsa a maranyane le kwa ntlong ya boapeelo. E rile a itebaganya le maduo a mophato wa boraro a ngwaga o o fetileng a re ba dirile 42 mo lekgolong mo matshwaong a ABC le 70 mo lekgolong mo go a ABCD ka di A di le 3,B 29,C 70,D 76,E 37,U 27 le X a le mongwe fela mo ditlhatlhobong. O ne a kopa batsadi gore ba leke ka gotlhe mo ba nang le gone gore ba rekele bana dibuka ka gore seemo se sa dibuka se kgoreletsa dithuto. Mongwe wa batsadi, Rre Setlalepula Sentsho a re kgang ya go duela sekole e setse e gorogile ka gore puso e tlhaelelwa ke madi, ka jalo a kopa batsadi ka ene gore ba rekise sepe fela se ba nang le sone gore ba rekele bana dibuka ba bo ba duele sekole. A re dikgang tse tsa tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto di raya batsadi e seng barutabana, a tlatsa ka go re batsadi ba ka thusa ba ba tlhokileng lesego. Mme Gaone Bashapi a re dikgang tse di ama botsalano fa gare ga batsadi le barutabana, ka jalo a rotloetsa batsadi gore ba etele sekole gore ba tle ba bone seemo sa sekole. Mme Bashapi a re kgang ya puso ya ga gona madi ga se selo se se felang, ka jalo a re batsadi ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo ka thuto ya bana ba bone. E rile a araba batsadi a supa gore puso e sale e ikuetse gore e thusiwe ya ntsha lenaneo la Adopt-a-School. Rre Nkarabang a re le ntswa kgang ya motlakase e tswa kgakala kwa ngwageng wa 2014, ba solofeditswe katoloso ya one mo ngwageng ono wa madi, fa matlo a borutelo a le marataro, ntlo ya boapeelo le ya maranyane tsone ba di solofeditswe ka lenaneo la go rudisa itsholelo. education 4 Tona o rotloetsa ipelafatso ka diteme Tona wa lephata la banana, metshemeko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng, a re o tshwenngwa ke banana segolo jang baithuti ba ba tsenang mo dikoleng tsa sekgoa, ba go lebegang ba latlhegelwa ke puo ya bone. A re go a tshwenya go bona bana ba bua sekgoa thata go feta puo ya segabone, mme a re batsadi le bone ba na le seabe mo go seo ka gore le fa ba na le bana kwa malwapeng, ba buisiwa ka teme ya sekgoa fela. A re go monate gore motho a tlotlomatse puo ya segabone mme e buiwe ka botswapelo. Tona Olopeng a re lephata la gagwe le tsisa boitumelo le monyenyo mo difatlhegong tsa Batswana, ke sone se puso e le emeng nokeng morago ga go lemoga fa le tshwaraganya setshaba. A re mononwaga ba abetswe P11 million go rotloetsa le go rutuntsha ditiro tse di farologaneng tsa ngwao. A re ene le badiri ba lephata la gagwe ba ipelafatsa ka kemonokeng ya ga Tautona ya go epolola ditalente tsa bodiragatsi le dingwao tse di farologanyeng, mme a rotloetsa banana go ema ka dinao go ikwadisetsa dikgaisano tse di nnang teng ngwaga le ngwaga. Tona Olopeng a re mmadikole le ene o tshwere ka thata go ruta le go tsosolosa diteme tsotlhe tsa lefatshe leno, le gone gore dipatlisiso di a dirwa go kwala ka diteme tsa lefatshe leno, a bo a re ba setse ba na le dibuka tse di supang fa go monelwa marulana pele. O ne a kgothatsa setshaba go ithuta diteme tse di farologaneng a re go tshelwa mo dipakeng tsa lefatshe le le tshwaraganetsweng le a mangwe, ka jalo go botlhokwa go itse diteme di le dintsi, a re gape go a nyalelwana, go iwa dikoleng, go a etelanwa ka jalo go botlhokwa go itse diteme tse dingwe. Kgosi Tlabo Malebogo, go tswa kwa Malebogo kwa Africa Borwa o ne a tlhalosa fa bone e le morafe wa Mohananwa ba ga Malebogo, ba bopilwe ke merafe e e farologaneng fela jaaka Batswana, ba tlholega mo Botswana mme ba ne ba tlolela kwa Africa borwa ka dinako tse di kwa morago tsa bo 1942. Kgosi Malebogo o ne a supa fa bone le Batswapong e le bana ba motho a le mongwe, mme a leboga thata ka thulaganyo e e dirwang mono Botswana ya go kopanela letsatsi la Maleme jaaka ene a ne a buwa, a re batho ke bone ba ikgaogantseng ka maleme a a farologaneng ba rotloediwa ke fa ba leng teng ka dinako tseo. O ile a re ba bina tshwene mme fela ga se bapedi, a re ke keletso ya bone go kopana le bangwe ka bone ba Batswapong go tla go itsanye le go itsaya ka motlhala gore ba tswa kae ba tsholwa jang ke bomang. O ne a kopa puso ya lefatshe leno go ba letla go tla go kopana le bomorwarraabo, le gone gore a melolwane e seka ya ba kgaoganya a re a e re ba tla gae go lemogwe fa le bone e le batho ba Botswana ba isitswe fela ka kwa ke mabaka a botshelo. O ile a re morafe o o ka kwano wa Batswapong le kwa a tswang teng o teng ka dikgotla tsa bone fela jaaka mo Botswana. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Go ipelela boipuso go botlhokwa - mogolwane Mogolwane wa tsa moepo wa Orapa, Letlhakane and Damtsha Mines Rre Thuso Mogotsi o kopile banni ba Orapa go tsaya letsatsi la boipuso ka tlhoafalo. Rre Mogotsi o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro kwa Orapa ka Mosupololgo. O ne a tlhagisa banni ba toropo eo a re ga ba a tshwanela go tseela moletlo o wa go ipelela boipuso kwa tlase, a re ba tshwanetse go supa boitumelo le lorato ka jaana mo dingwageng tse di masome a matlhano le boraro ba ntse ba tshelela mo kagisong. Rre Mogotsi a re Batswana ba tshwanetse go nna motlotlo ka ba sa kgorelediwe ke sepe mme mafatshe a mangwe a sena le fa e le kagiso ba tshelela fela mo dintweng. O tlhalositse fa Batswana e le tshaba e e lorato, ke sone se lefatshe la bone le melediwang mathe ke mafatshe a mangwe. Rre Mogotsi o ne gape a balela batsena moletlo oo, molaetsa wa ga Tautona wa boipuso. E rile a amogela batsena moletlo o, Kgosi Gowennemang Matlhare wa Mopipi a kgothatsa banni ba Orapa go tsaya letsatsi la boipuso ka tlhoaafalo mme ba le keteke go supa fa tota ba ipuisa, e bile ba lebogela tshotlhe dintle tse di diragetseng fa lefatshe leno le tsaya boipuso. Kgosi Matlhare o ne a kopa batsadi go ruta bana mosola wa go ipelela boipuso le gore tota go raya eng mo Batswaneng. O ne a ba kopa gore ba bopagane gore ba tlhabolole selebego sa boipuso jwa bone gore batho ba tle kabontsi. Modulasetilo wa komiti ya boipuso wa Orapa, Rre Isaiah Ditiso o ne a supa banni ba Orapa ka monwana a re ga ba tle diphuthegong tsa go rulaganyetsa moletlo wa boipuso, a tlatsa ga go re ba ntse ba tshwara diphuthego maitsebowa batho ba buile kwa ditirong mme maiteko a bone a itaya se fololetse. E rile a afa lefoko la kgothatso moruti wa kereke ya Bible Life Rre Kealeboga Rasekoko a re lefatshe leno ga le a ema golo go le gongwe. A re fa le tsamayang teng gompieno ga go tshwane le maloba. Mokhanselara wa pele wa Orapa Rre Keletso Seloi o ne a leboga komiti ya boipuso gore le fa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho, ba kgonne go dira tiro ka botswa pelo. Rre Seloi o ne a kopa banni ba Orapa go tshwaragana le komiti e e bakanyetsang moletlo wa boipuso gore o atlege. politics 7 Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi Mme Onneile Gabolathiwe wa Majwanaadipitse kwa kgaolong ya Legare o dumela fa e le ruri metlhala ya khumo e le mentsi, mme e tlhoka balatedi. Monana yo wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe o ineetse mo thuong ya dihutshane ka pelo ya gagwe yotlhe. Mme Gabolathiwe o boletse mo potsolotsong fa a thusitswe ka dipodi ka lenaneo la metse ee kgakala le ditlamelo la RADP ka ngwaga wa 2009. O boletse fa a ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano go balelwa le phoko mme tsa dira sentle thata. A re o ne a di disa bosigo le motshegare a di rata jaaka a ithata, a rata dipotsanyane jaaka bananyana ba bannye lemororo dingwe di ne tsa bolawa ke bolwetse fa dingwe di ne tsa utsiwa. Mme Gabolathiwe a re leruo le, le mo thusitse go aga ntlo ya kamore tse tharo, mme o ne a rekisa tse dingwe go boloka rraagwe. A re bana ba gagwe ba ba tlhano ba shaba letsatsi le letsatsi ka mashi le nama nako gongwe. A re mo nakong eno, ke moithaopi kwa sekoleng se se potlana a patagantse le go disa leruo la gagwe. Mme Gabolathiwe o boletse fa a eme ka lekwalo la bobedi mo dithutong kwa sekoleng se segolwane sa Mmashoro mme erile go ema foo a nna kwa gae go sena se a itshetsang ka sone. O ne a rotloetsa banana ba bangwe go sola molemo mananeo a mangwe a puso. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tekatekano ya bong ga se boeteledipele Tekatekano ya bong, ga se go neela bomme dithata le boeteledipele fela mme gape e tshwanetse ya akaretsa basetsana le bomme ka go farologana ga bone. Erile fa a bua kwa moletlong wa ipelelo letsatsi la mafatshefatshe la bomme o o neng o rulagantswe ke ba boemedi jwa lefatshe la France mono, mmamelao mogolo Dr Athaliah Molokomme a re go santse go setse go le gontsi mo go ka dirwang go bona tekatekano ya bomme, e e leng tshwanelo ya setho gape e le botlhokwa mo itsholelong. O boletse gore go ipelela letsatsi la bomme ke go ipelela seabe sa bone, dinonofopo le ikgaratlhelo ya bone kgatlhanong le dikgwetlho. Dr molokomme o boletse gore letsatsi la bomme gape ke maiteko a go ikuela mo mebusong, makgotla a e seng a puso le batho ka bongwe ka bongwe go nna le seabe mo go fokotseng tlhoka tekatekano. A re go neela bomme dithata go na le mosola setshabeng bogolo thata ka go tokafatsa dijo, thuto le botsogo tse di botoka. Dr Molokomme o boletse gore dikitsiso tsa mafatshefatshe di supa dikatlego tse di farologaneng le fa mo mafatsheng a mangwe go na le poelo morago. A re selekanyo sa kemedi ya bomme mo dipolotiking se kwa tlase fela thata mme ditiragalo tsa bosheng ga di nametse ka go santse go na le dikgwetlho tse di akaretsang kgokgontsho ya basetsana le bomme. Legale a o ne a re o itumedisiwa ke gore bomme mo Botswana ba supile bokgoni jwa boeteledipele jaaka go supiwa ke banagwe ba ba nang le maemo a magolo mo pusong le mo mhameng o o ikemetseng. Bokhutlo education 4 Dintsa di ganyaola dipodi Dintsa dingwe kwa Tsabong di apesitse barui kobo ka letshoba ka go ganyaola dihutshane tsa bone kwa merakeng mengwe ee gaufi le motse oo. Go ya ka mongwe wa barui bao, Rre Lekganyane Ositang, ba tshelela fela mo kutlobotlhokong ya go bolaelwa dipodi ke dintsa tse ba sa itseng beng ba tsone. Rre Ositang a re fa e sale go simologa ka ngwaga wa 2012, ene le barui ba ba bangwe ba ba ka fetang masome a mararo ka palo ba ne ba tshogolegelwa ke dintsa dingwe tse go lebegang di latela dihutsane tsa bone kwa mafudisong, mme di fete di di tlhasele ka go di bolaya di di loma kgokgotso di le dintsi ka nako e le nngwe mme di bo tswa di di tlogela di sa je. O supile fa mo nakong ya gompieno a setswe a bolaetswe dipodi le dinku tse di fetang masome a mararo ke dintsa tseo. A re go le gantsi fa ba latela dintsa tseo ka motlhala beng ba tsone ba feta ba di itatola ba re ga se tsa bone. O kaile fa go belaesega fa dintsa tse di sa tlhokomelwe sentle ke beng ba tsone mme di ikaelele go ya go tsoma diphologotswana kwa nageng, mme e re ka go tlhoka diphologotswana tseo di ikgotsofatse ka dipodi le ntswa di sa di bolaele go di ja. Rre Ositang yo o dingwaga tse di masome a mane le bobedi o kaile fa se se utlwisang botlhoko e le barui bangwe ba ba thusitsweng ke puso ka lenanaeo la LIMID ka seo e le poelo morago mo go bone, a kaya fa le bone dipodi tseo ba ikokotleleditse fela ka go di ithekela mo bathong ba bangwe. Morui ka ene Rre Kebakile Hambira le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Ositang ka go lela selelo sa ga Ragele le ene a kaya fa ba tla felela ba tswetse masaka ka lebaka la dintsa tseo. Rre Hambira o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dintsa tseo tsamaya di le segopa mme di tlhasela bogolo jang dipodi lefa di le mo lesakeng ka di felela di le epa kwa tlase. A re gantsi di bolaya ka nako ya maitseboa fa dipodi di boa kwa mafudisong, bosigo le motshegare. O ne kopa le go gakolola beng ba dintsa tseo go di tlhokomela ka go di fa dijo, go di agela matlo a tsone le gone go tlhomamisa gore ga di ba senyetse e le barui. A tlatsa ka go kopa kemonokeng ya mapodisi le dikgosi le dikgosana mo diemong di tshwana le tseo, ka ba ka felela mo gongwe ba sa ba utlwisisane le go buisana sentle le beng ba dintsa fa ka lesego ba ka tshogana ba ba bone kana ba itshupile. Mo potsolosong mabapi le kgang e mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Howard Modo mo potsolosong le ba lekalana la dikgang o ne a gakolola barui go kopa dithuso mo go ba sepodisi gammogo ba bogosi le ba lephata la matlhoko a leruo le ba bangwe ba lebaneng go buisana ka dikgang tse le go tswa ka ditharabololo tsa teng. BOKHUTLO society 9 'Ikgapheng' Go ikgapha le go ikaga ga banana go kaiwa go le botlhokwa gore ba nne le isago e e eletsegang le gore bomonnabone ba tseye malebela mo go bone. Kgosi Albert Matlapeng o boletse seo mo potsolotsong gore boitshwaro jwa banana ba malatsi ano le bagolo bangwe bo a tshwenya ebile bo tlhabisa ditlhong ka bo nyenyefatsa setho. O boletse fa dikgang tsa banana bangwe ba ba ratanang le borre ba ba nyetseng di golela pele ka di nna di sekiwa beke le beke kwa kgotleng. A re banana bao bogolo jang ba basetsana ba thuba malwapa mme seo se ngomola pelo ka bomme ba ba nyetsweng ba sala le bana ba iphotlhere banna ba ile. O tlhalositse fa bahirisi bale bantsi fela thata kwa Tlokweng mme bontsi jwa bone ele banana ba ba tsenang kwa dikoleng tse dikgolwane jaaka mmadikole le tse dingwe. Kgosi Matlapeng o ne a supa fa banana bao ba tlotlile go ratana le borre ba bagolwane mo go bone mme gape bana le bakapelo ba bangwe ka fa tlhoko mme seo se bake dintwa tse di felelang di tlisa ditlhalano mo malwapeng. A re go botlhokwa go bua dikgang tsa go nna jalo ka di a tshwenya ebile di golela pele mme o kare boitsholo joo bo a amogelesega ka gole gantsi ga go buiwe sepe ka jone. Mogo tse dingwe Kgosi Matlapeng o boletse fa gole botlhokwa gore motse o tshwana le wa Tlokweng ebile gonna le batho ba le bantsi o nne le kokelo e tona le sekole se se golwane go thusa banni botlhe ka ditlamelo. O boletse fa gole botlhokwa go tlotla ngwao gore e seka ya latlhegelwa ke boleng le gone go babalela mafelo a ditso le ngwao. A re ke moono o montle gobo morafe mongwe le mongwe o nna le letsatsi le o ipelelang ngwao ka lone ka go le botlhokwa gore batho botlhe ba tsenye letsogo go rotloetsa seo. Kgosi Matlapeng o ne a tlhalosa fa go ikgatholosa le go tlogela ngwao gole diphatsa ka seo se ka bakela setshaba mathata ka ngwao e le yone e okang bajanala ebile ele yone e nonotshang bogosi. A re le ntswa go beilwe melao e e gagametseng kgatlhanong le leruo seo se kokonela barui ka dikatlholo tsa teng di le kwa godimo mme go tshwetswe ga lebelelwa gore Tlokweng ga go sa tlhole gona le lefatshe le barui ba ka ruelang leruo la bone mogo lone. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore khansele e dire dithulaganyo tsa ditlhabololo e tsenya bogosi mo teng ka go sa dira jalo go dira gore batho ba nyatse bogosi mo dikgannyeng tsa ditlhabololo le lefatshe la bonno. Kgosi Matlapeng o boletse fa ntwa kgolo e le ya molomo le dithapelo di le botlhokwa go fetola diemo tsotlhe tse di lebaneng sechaba. BOKHUTLO education 4 Limid e tsweletse ka go ba namola mo lehumeng Mme Matshwenyego Ramogwana wa kgotlana ya Moatshe mo Lerala o rurifaditse fa mananeo a puso otlhe a ka nowa moro morago ga gore lenaneo la LIMID le mo namole mo lehumeng. Mme Ramogwana a re e rile go bona botshelo jwa gagwe bo thatafalela pele e bile a setse a tlelwa ke mowa wa go ipona e le motlhoki wa nta e tshetlha a seka a ipona tsapa go batlisisa go le gontsi ka lenaneo la LIMID le a neng a dumela fa le tlaa mo inola mo lehumeng. O tlhalositse fa a ne a bona lehuma e le selo sa maloba morago ga go thusiwa ka go rekelwa dipodi di le lesome le borobabobedi. Mme Ramogwana yo o dingwaga di masome marataro le bone o kaile fa kgwebo eo ya go rua dihutshane e mo diretse go le gontsi mo dingwageng tse di fetileng mme e bile e tsweletse ka go tshegetsa botshelo jwa gagwe le ba lelwapa. O kaile fa dipodi tsa gagwe di atile fela thata ka dipudi di le bogadi bo gaufi. A re kgwebo ya gagwe e godile ka o rekisetsa puso dipodi gore ba ba mo lenaneong la nyeletso lehuma ba kgone go thusiwa le batho mo motseng mo medirong e tshwana ya manyalo le dintsho o a ba rekisetsa. Mme Ramogwana o tlhalositse fa a neela dipudi tsa gagwe tlhokomelo ya maemo a ntlha go tswelela di tshegetsa botshelo jwa gagwe. A re ka dipoelo tse di tswang mo kgwebong, o kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe fa bontlha bongwe a bo busetsa mo kgwebong ka go rekela dipodi melemo le gone go di lemela. A re mananeo otlhe a puso a ka nowa moro fela fa batho ba ka nna pelotelele le go emisa go itebela kwa tlase jaaka bomme bangwe ba dira. A re mo nakong eno o motlotlo ka gore kgwebo ya gagwe e mo inotse mo lehumeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go tlhama mmino o mosha go supa kgolo Modiri go tswa mo ofising ya banana kwa Letlhakeng, Mme Sophie Letsholo o gakolotse badiragatsi go tlhama dipina le metshameko e mesha go na le go dirisa di le dingwe ngwaga le ngwaga. E rile a ema banana ka lefoko kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tsa kgaolo ya botlhophi ya Letlhakeng-Lephepe kwa Ngware ka Matlhatso, Mme Letsholo o ne a tlhalosa fa go tla ka ditlhamo tse disha go supa kgolo mo badiragatsing. A re se gape se ka supa fa maikaelelo a dikgaisanyo tseo a e leng go ribolola botsweretshana a tswa tema. O ne gape a gakolola badiragatsi, bogolo jang ba metshameko e mekhutshwane, go nna ba itlhokotsa thata pele ga dikgaisanyo. A re ke matlhabisa ditlhong go bona batshameki kgotsa baletsi ba kopana le diletswa tsa bone malatsinyana fela pele ga dikgaisanyo, selo se a reng se isa boleng jwa dikgaisanyo kwa tlase. A re go itlhokotsa ba tsentse marapo dinameng go ka ba thusa go nonotsha bokgoni le kitso ya bone mme se se ba beye mo maemong a mantle a go phadisanya botoka. Matshwenyego aga Mme Letsholo a ne a seka a wela fatshe ka e rile kwa bokhutlong setlhopha sa Madisamotse go tswa kwa Sojwe sa ikgapela maemo a ntlha mo pineng ya Setswana ka matshwao a 48 percent. Maduo a a ne a ba rontsha sekgele go ya ka melawana ya dikgaisanyo tseo. Mme Letsholo o ne gape a kopa badiragatsi go itlwaetsa go ikwadisa le ofisi ya bone nako e sa ntse e le teng go ba kgontsha go rulaganya dikgaisanyo sentle. A re mo nakong e ntsi badiragatsi ba emela modiredi wa ofisi go ba latela ka dipampiri tsa ikwadiso le mororo ba itse dikgwedi tse dikgaisanyo di simololalang ka tsone ngwaga le ngwaga. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, o ne a kgalela banana go tla dikgaisanyong ba nole. A re maitsholo ao a kgatlhanong le maikaeleo a tsone a go ba thusa go ikgapha mo nnotaging. A re dikgaisanyo tseo di ka nna le bogadi jo bo nametsang fela fa badiragatsi ba ka di tsaya tsia. Mo phadisanong ya segaba, Rre Ntsoane Ramontsho wa Sojwe o ne a tsaya maemo a ntlha fa Solly Sebotso wa Mantshwabisi a gapile maemo a ntlha mo katareng. Mosione Ramosese wa Mantshwabisi le ene o ne a ikgapela maemo a ntlha mo Setinkaneng fa poo ya poko e nnile Mogorosi Mokgwapha go tswa kwa Botlhapatlou. Mo go tsa dikhwaere, BK go tswa kwa Moshaeng ene ya tsaya maemo a ntlha fa Nkwenkgoga bone ba ne ba gapa sekgele mo motshamekong. arts_culture_entertainment_and_media 0 La bojalwa ga le fofe Ba boitekanelo kwa Mahetlwe mo kgaolong ya Kweneng ba eme ka dinao go phatlalatsa molaetsa wa go fokotsa dino, morago ga go lemoga fa banni bangwe ba dirisa nnotagi botlhaswa. Mmaboitekanelo wa motse oo, Mme Kelebogile Motswagole o tlhalositse fa go iphetisa nnotagi e se selo se se siametseng botsogo e bile go baya lefatshe ka fa mosing. Mme Motswagole o tlhalositse mo potsolotsong fa ba ne ba bolotsa letsholo go lwantsha tiriso botlhaswa ya nnotagi ka 2013 nnotagi e ne e setse e kokonela motse. A re bangwe ba ne ba kgona go dirisa madi a a neng a tshwanetse go dira ditiro tsa kwa lwapeng go nwa bojalwa mme bana e nne bone ba sokolang. Mme Motswagole a re e a re bangwe ba se na go itshiela, ba lwele fa pele ga bana ka mafoko le ka diatla tota mme se, se sa siamela bana ka e a re morago ngwana a kgokgontshege mo maikutlong kgotsa a kope boitsholo joo. O boletse fa boitshwaro jo bo ntseng jaana bo sa amogelesege mo tshabeng e e batlang go bopagana ka gore bo ruta bana dilo tse di sokameng. A re bana ba ba golelang mo kgokgontshong ba kgona gore le bone ka moso ba e dire mo go ba ba tshelang le bone kgotsa ba tshwenya bana ba bangwe kwa dikoleng. O rotloeditse malwapa go ruta bana gore ntwa kgolo ke ya molomo. Mme Motswagole o ne a tlhalosa fa go nametsa ka jaana go supa fa melaetsa e ba e isang kwa setshabeng e ntsha maduo mme a re boikarabelo bo ntse bo a oketsega mo badirising ba nnotagi. A re maikaelelo magolo ke gore ba nne motse o o ipelafatsang ka boitshwaro jo bo ntle e bile o tshwaraganetse bana gore o ba fapose mo nnotaging ka lemphorwana la bojalwa le sa fofe. BOKHUTLO society 9 Kwa Mosetse ba batla ditlamelo Banni ba Mosetse kwa kgaolong potlana ya Tutume ba ikuetse mo go tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batshu ka letlhoko la ditlamelo. Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e eneng e buisiswa ke Rre Batshu kwa motseng oo Labotlhano, Tlhakole a tlhola lesome le bone. Banni ba supile fa ba ofisi ya mosepele le boagedi, gammogo le ba ofisi ya tsa pereko ba sa tsise ditlamelo kwa go bone. Kgosi Opelo Ntshwarelang, o boletse fa motse wa Mosetse o tletse ka dikhamphani tse di sa dueleng batho. O kopile ba ofisi tse pedi tseo go ba etela go tla go utlwa ka matshwenyego a batho ba kopanang le one le go ba ruta gore ba ka tsaya kgato efe fa dilo di sa diragadiwe sentle. Kgosi Ntshwarelang o supile dikompo tse tsa badisa dikago tse di direlang koo ka monwana, a kaya fa di sa duele baberi ka nako, a tlatsa ka gore motho o kgona go nna kgwedi tse pedi a sa bone dituelo tsa gagwe. “Ga gona motho yoo ka berekang fela a sa duelwe mme a tsoga tsatsi le letsatsi a re oya tirong. O rekela bana dijo ka eng?” ga rialo Kgosi Ntshwarelang.Kgosi a re o sale jaaka a bona ba lephata la tsa Pereko ka ngwaga wa 2012 e be nna go ne gotlhe, mme puso ya re ditlamelo di latele batho kwa ba leng teng. Fa a tswelela, kgosi o supile fa metsi a Mosetse a le letswai le le botlhoko, a re ebile ba setse ba gelela metsi kwa Maitengwe a anowang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mokgadi Pie, a re kokelwana ya bone e nnye, ka jalo a kopa gore e atolosiwe gore e tle e kgone go belegisa. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba kopa gape polokelo ya dipilisi tsa diritibatsi le gore dikatso tsa bone di sekasekwe, ka e le bone palamente ya motse. O lebogetse lenaneo la nyeletso lehuma, le a kaileng fa le tsamaya sentle mo kgaolong ya bone, a tlatsa ka gore go na le batho le ba le lesome le bobedi go ya kwa Jamataka . A re ba setse ba agile matlo ale lesome le motso a dipetso tsa tlholego le ntlo e le nngwe ya lenaneo la ga tautona la go agela batho matlo. Fa araba mangwe matshenyego a bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa Pereko, Rre Lakidzani Masedi, a re go boammaruri ba na le sebaka ba sa bonale, bothata ele letlhoko la koloi, mme o ne a ba tshephisa gore o tla ba etela pele ga ngwaga wa madi o fela. A re batho ba tshwanetse go ithuta gore fa ba thapiwa ba tshwanetse go nna le ditumelano gore e re kamoso go bo go na le motlhala.Rre Batshu o ne a ya go abela kokelo ya Maitengwe dikhethene morago ga go e etela mme a bona e sa kgatlhise. A re batho ba tshwanetse go busetsa mowa wa boipelego ka gore puso tota ga e kake ya kgona e le nosi. BOKHUTLO society 9 Banni ba Pole, Kgari le Masukwane ba lela ka tsela Banni ba Kgari, Masukwane le Pole ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale ka tsela ya Masunga-Tshesebe e ba reng ga e na tswelelo pele. Boikuelo jo, bo dule kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Rre Butale kwa metseng eo kwa banni ba neng ba kopa gore puso e kobe yo o abetsweng tiro ka e mo palela. Tsela ya Masunga-Tshesebe e abetswe khamphani ya Bash Constructions mme e lopile P500 million. E akaretsa ditselana tse di gokaganyang Kgari, Masukwane, Pole le Mulambakwena. Kgosi Godrey English wa Kgari, Kgosi Dick Chikuba wa Masukwane le Kgosi Clinic Ketlogetswe wa Pole ba iteetse kgang e kobo moroko, ba supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go dirweng ga tsela e. Ba tlhalositse fa tsela e, e lopile puso madi a mantsi e bile e ne e ka tlhama ditiro mo metseng ya bone. Ba re bana ba bone ba ba berekang mo khamphaning e, ba ngongorega ka dituelo tse di sa tleng ka nako ba re ba sale ba kopile go kopana le mong wa Bash Constructions go sekaseka le go buisana ka dikgwetlho tse di apereng tsela e mme a seka a iponatsa. Ba tlhalositse fa ba sa dumele gore e tlaare ka 2019 tsela e bo e fedile ka e tsamaya mo go 11 per cent kgatlhanong le 67 per cent yo a neng a solofetswe. Dikgosi tsa re di swabisiwa ke gore tsela e, e filwe ngwana wa Motswana yo ba neng ba solofetse go le gontsi mo go ene gore a supe fa Batswana ba na le bokgoni jwa go itepatepanya le ba mafatshe a mangwe go dira ditiro tse di kgolwane. Ba kopile gore botlhe ba ba amegang mo go dirweng ga tsela ba kopane go tswa ka maele a a ka thusang gore go nne le tswelelopele. E rile Mopalamente Butale a tsiboga, a tlhalosa fa kgang ya tsela ya Masunga-Tshesebe e aperwe ke dikgang tse dintsi ka jalo e isitswe kwa ofising ya ga Tautona go rarabololwa. Rre Butale o supile fa yo o abetsweng tiro a nnile le dikgwetlho tsa go bona mmu o o lokgarapana ka a sa neelwa teseletso ke ba lephata la meepo go o epa. Mopalamente a re go ka ngomola pelo gore e re ngwana wa Motswana a ne a filwe sebaka sa go dira tiro ya bokete jo bo kana, a bo puso e mo e amoga, ka jalo a kopa banni go nna pelotelele go emela tharabololo go tswa kwa go ba ba lebaneng gore tsela pedi go tsewa efe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Maikutlo a farologane ka molao wa matimela Banni ba Tsabong ba supile megopolo ee farologaneng mabapi le molao kakanyetso wa matimela fa bane ba buisana le mothusa tona wa selegae le tlhabololo matshelo a batho Mme Botlogile Tshireletso. Fa a ema phuthego eo ya kgotla ka lehoko mothusa tona o supile fa go akanngwa gore nako e dikgomo di e nnang kwa masakeng e hokodiwe mme e nne kgwedi tse tharo hela ka gore barui bangwe bare dikhansele di sotla dikgomo tsa bone hadi isitswe kwa matimeleng le gore barui ba tlaa letlelelwa go tsaya leruo lwa bone letsatsi pele ga thekiso ya palabalo gareng gatse dingwe. Bangwe ba supile fa molao kakanyetso o mosha oo o siame fa ba bangwe bare ga wa siama ka jaana oka rontsha batho diruiwa tsa bone. Mongwe wa barui Rre Tshipietsile Mothelesi o tlhalositse fa ene a dumalana le molao kakanyetso oo bogolo jang tsetlana ya gore dikgomo di seka tsa nna lobaka mo masakeng a khansele ka gore puso e helela e dirisa madi a mantsi godi tlhokomela. A re se se kaha khansele sebaka sago dirisa madi aba ntseng ba tlhokomela dikgomo tsa matimela ka one go dira ditiro tse dingwe tsedi ka solegelang Batswana molemo. Mme Monica Ntau ene one a supa gore matimela a neelwe khansele le ba lephata la matlhoko a leruo ka gore ditshipi tsotlhe di kwadisitswe mme goka nna motlhoho go bona monngwa kgomo haba dira mmogo. Ba bangwe bane bamo tlatsa ka gore ha ale kwa khanseleng aka solegela batho molemo ka jaana aka thusa mo letlhokong la ditiro. Mothusa tona one a akgola dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse oo a supa fago lebega dina le seabe mogo tlhabololeng motse le matshelo a batho. A re go lebega ha dikomiti tseo dina le tebelopele ebile disa emele go ntsha dingongorego hela mo pusong. society 9 Lenaneo le tlisa maduo kwa
 Chobe Lenaneo la Silent Drop Out le nnile le seabe se segolo mo go tokafatseng maduo a baithuti ba dikole tse di potlana mo kgaolong ya Chobe. E rile a buisa barutabana lebatsadi mo bokopanong jwa go ipelela maduo a lenaneo le mo Chobe, Mothusa Tonawa lephata la thuto le tlhabololo dikitso Rre Moiseraele Goya a re lenaneo leole botlhokwa fela thata ka le fetotse maduo a baithuti le go tla ka methale e efarologaneng ya thuto. Rre Goya a re Motswana mongwele mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ngwanamongwe le mongwe o bona thuto e e mo tshwanetseng go ka mo tswela mosola moisagong. Mothusa tona o tlhalositse falephata la gagwe le ntse le lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya maduo abaithuti mo dingwageng tse di fetileng, mme a kaya fa se se tshwenya felathata. O ne a tlhalosa fa lenaneole le tsile ka nako e e maleba go ka rarabolola bothata mme a re ba ne ba diramaiteko a go ka leka go tokafatsa maduo a dikole ka go kgaoganya dikole ka dikgaolo ledikgaolwana lefatshe ka bophara, se e le go tlhofofatsa tirisano mmogo fa garega dikgaolwana tse. A re batsadi ba tshwanetse batlhwaafalela thuto ya bone ka bana e le bokamoso jwa lefatshe leno, a tlatsa kagore maikaelelo a go isa ditlamelo gaufi le batho ke gore dikgaolo di sekatologane thata mme di kgone go dirisana le batsadi sentle mo dithutong ka dile gaufi le bone. Rre Goya o tsweletse ka gorese se ne sa dirwa ke gore dikgaolo tse dingwe di ne di le ditona fela thata,mme se se dire go nne thata go isa ditlamelo ko dikoleng. O tsweletse a tlhalosa gapegore ba tsile ka lenaneo la Education 2020 le maikaelelo a lone e leng gotlhabolola thuto mo dikoleng le go rarabolola dikgwetlho dingwe tse di lebanenglephata la thuto mo lefatsheng leno. Mothusa tona o tlhalositse faBatswana ba tswa goo-Lowe ba dirisa mowa wa tshwaragano mo go direleng lefatshela bone, mme o tlhalositse gore lenaneo la Silent Drop Out le supile gorebatsadi ba tlholego ba ka seke ba kgone thuto ya bana ba le nosi mme ba tlhokathuso kgotsa tshwaragano go tswa mo barutabaneng. E rile a tswa la gagwe,mogokaganyi wa lenaneo leo mo Chobe Mme Pearl Molobe o ne a re lenaneo le tokafaditseseemo sa maduo a bana ba dikole mo kgaolong ya Chobe, go akaretsa metse etshwana le ya Parakarungu, Kasane le Pandamatenga mme a re ga ba sa tlhole baitemogela bana bape ba ba tlogelang sekole mo kgaolong ya bone. education 4 Mmuso ga o a lebala Selebi-Phikwe Ditlhotlhomiso tsa lekgotla la SPEDU di supile fa matamo a matona a Letsibogo, Dikgathong, Thune le Lotsane, a ka dirisiwa e le bontlha bongwe jwa bojanala go kabakanya itsholelo ya Botswana. Se se builwe ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Nonofo Molefhi yo gape eleng tona ya tlhabololo ya dikago le matlo fa a ne a lekola banni ba kgaolo ya gagwe mo diphuthegong tsa kgotla kwa Botshabelo le Ikageleng. Mopalamente Molefhi o tlhalositse fa go tlaa nna le thulaganyo ya temo ya nosetso go dirisiwa matamo a. Rre Molefi o tlhalositse gore ditlhatlhobo di supang gore mebu efe e siametse temo ya eng di setse di dirilwe. Mopalamente o ne gape a tlhalosa gore goromente o tsere tshwetso ya go rotloetsa temo ka go atumetsa motlakase ko go ba ba nang le masimo a a iphaphathileng ka noka ya motloutse gore ba tle ba o dirise go ga metsi gore ba nosetse. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore ba lephata le le itebagantseng le tsa tikologo le bojanala ba setse ba kaile fa ba segile ditsha gaufi le matamo one a tse di tlaa dirisediwang bojanala. A re ditsha tse di tlaa dirisiwa go aga dilo di tshwana dihotele,mafelo a go intsha bodutu, metshameko ya mekoro, go rua ditlhapi jalo jalo. Tona Molefhi o ne a tswelela ka go tlhalosa gore go na le babeeletsi ba ba setseng ba tlhomamisitse gore e tlaa re ka kgwedi ya Mopitlwe ba tlaa bo ba tla go bula dikgwebo tsa bone mo Selebi Phikwe. Tona o ne gape a tlhalosa gore ba lekalana la ditlhabololo mo Botswana ba tsere tshwetso ya gore ba fokotsa ditlhwatlhwa mo madirelong a a ntseng a sa dirisiwe a a kileng a bo e le a go segela matsela. Selekanyetso sa dikgato se fa gare ka dipula tse tharo le tse di lesome go tswa fela mo go reng o batla boatlhamo jo bokae. Tse tsotlhe di dirwa go le mo maikaelelong a go oka babeeletsi le bagwebi. Mo go tse dingwe mopalamente Molefhi o ne a tlhalosa gore goromente o tsere tshwetso ya gore mabone a mo mekgwatheng a motlakase a tlaa emisediwa ka mabone a a dirisang marang a letsatsi. A re ditekeletso di setse di dirilwe e bile go beilwe madirelo a mashwa ko Kanye a a itebagantseng le go dira one mabone a a marang a letsatsi. O ne a tlhalosa gore ka jaanong mabone a mekgwatha a tlaa bo a sa dirise motlakase o o fetlhiwang,motlakase o tlaa kgona go boela go dirisiwa ko madirelong go sena tlhaelo. A re mabone one a a marang a letsatsi a tsentswe maranyane a dibalamakgolo gore maitseboa fa dipone tse di tshuba banana ba kgone go dirisa maranyane a internet. E ntse e le mo diphuthegong tsa kgaolo ya gagwe ko kgotleng ya Botshabelo le ya Ikageleng, Rre Molefhi e ne ya re a bua ka seru se se wetseng moepo wa BCL a tlhalosa fa go le boammaaruri gore ka gore seemo e ne e le sa tshoganetso ba ne ba seka ba ithulaganya sentle gore e re mo kgatong e e tserweng eo ba bo ba na le bodiredi jo bo lekaneng ka ponyo ya leitlho gore ba fefogele go sidila maikutlo a bao ba ba amilweng ke kgato e. O ne a tlhalosa fa dipalo tsa batho ba ba neng ba amiwa ke tshwetso e e ne e le dipalo fela tse ditona tse di ka fetang dikete tse di masome a mararo lefatshe la Botswana ka go anama ga lone. Mopalamente Nonofo o ne a re o rurifaletsa banni ba Selebi Phikwe gore tshwetso e e ne e se sepe se goromente wa Botswana a neng a se tsaya motlhofo, ka e le kgato e e sa ntseng e utlwisa bontsi botlhoko le mo nakong ya gompieno. A re o dumela gore e le banni ba Selebi Phikwe ga ba kake ba rwala matsogo mo tlhogong ka boitlhobogo mme ba ikgothatse ba nne le mowa wa tlhwaafalo gore ba bone gore ba fetola seemo se jang. Tona Molefhi o ne a tlhalosa fa a nnile le sebaka sa go bua le makgotla a babereki ba meepo le lekgotla la babereki ba puso ka ditsela tse go ka bepisiwang manokonoko a ditlamorago tsa go tswalwa ga moepo. Fa a wetsa, tona o ne a gakolola banni gore ba ikitee ka thupana go ya go kwadisa ditsha tsa bone ka ikwadiso e ne ya otoloswa go fitlha kgwedi eno ya Hirikgong e wela. BOPA economy_business_and_finance 3 Tshwaragano ya bogogi konokono Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane, Rre Tshenolo Mabeo a re go tlhoka go goga mmogo ga boeteledipele jwa sepolitiki go ka busetsa morago maiteko a go tlhabolola metse le batho ba yone. E rile a ntsha mafoko a malebo mo tirong ya letsatsi la go ipelela ngwao kwa Thamaga ka Matlhatso, Rre Mabeo a supa fa neelano ya bogogi e ka thusa go senola dikgang tse di nang le bokao mo maikaelelong a go tlhabolola morafe. “A re se letleng dipharologanyo go re agolola re le baeteledipele mme re itse fa rena le maitlamo a go direla morafe ka boineelo le boammaruri, mme re seegele thoko borona, re itse fa dikeletso tsa morafe di tla pele,” Rre Mabeo a gakolola. Rre Mabeo fela jaaka kgosi o ne a tshwentswe ke seemo se se kwa tlase sa tshologelo ya morafe kwa tirong eo, e mo go yone go neng go le mokhanselara a le mongwe wa kgaolo eo. A re popagano ya morafe e ka thusa go betla le go tsosolosa ngwao ya Bakgatla ba ga Thamaga ka go abelana dikitso tse di ka thusang go tlhomamisa kgolo. O gateletse gore ngwao e ka gola fa morafe o ka lemoga botlhokwa jwa go abelana dikitso ka dikgang tsa yone. Mo molaetseng wa go bula tiro eo semmuso, mookamedi wa khamphani e e disang dikago ya Security Systems, Rre Gabriel Nkgetse o gakolotse botlhokwa jwa go bonala ga seabe sa kgodiso ya ngwana ka go fokotsa legotlho la go ipata ka melao ya gore e ba paledisa go tsaya boikarabelo jwa go godisetsa bana ka fa go tshwanetseng ka teng. “Go mo go rona batsadi go betla bana re ikaegile ka dingwao. Re tlamega go tsaya boikarabelo re le batsadi go betla bana go nna se re eletsang ba nna sone, ka jalo bana ke bokao jwa seabe se re nnileng naso mo kgodisong ya bone,” ga tlhalosa Rre Nkgetse. Mogolwane yo, o galaleditse ba Thamaga gore ba na le khumo e e tsepameng ya dikgang tsa ngwao go tlhomamisa gore e a gola le go abelanwa go tswelela e solegela dikokomane molemo. Modulasetilo wa komiti ya barulaganyi wa tiro eo, Rre Setlhomonyane Koboyakgomo o ikuetse mo go Kgosi Kgari wa Bakwena go ntsha lentswe go tlhomamisa gore morafe o tsaya ka tlhoafalo dikgang tsa go ipelela ngwao. A re o tshwenngwa segolobogolo ke ditiro tsa manyalo mo kgaolong ya Kweneng gore di kgoreletsa maiteko a go tlhabologa ga motse ka jaana a goga ngwaga go ya ngwageng, ntle le go obamela dithulaganyo dipe tsa morafe. O file sekai ka kgaolo e tshwana le ya ga Ngwaketse gore e na le thulaganyo e e tsepameng ya go tlhomamisa gore ditiro tsa manyalo di na le nako ya tsone mme ga di kgopakgopetse tsamaiso ya ditiro tsa morafe. Modulasetilo o kgothaditse morafe go rotloetsega go tsosolosa mowa wa boipelego gore fa puso e sa kgonang go ema nokeng mananeo a morafe, go seka ga nna le go kgobega marapo. Kgosi Gobuamang II o supile matshwenyego ka tshologelo e e kwa tlase ga morafe mo maitekong a go tsosolosa ngwao ya Bakgatla ba ga Thamaga. A re seemo sa go goga dinao mo ditirong tsa morafe se a tshwenya e bile se busetsa morago maiteko a go tlhabologa ga motse ka jaana kgotla e le lone lefelo la morero ka dikgang tse di amang tlhabololo ya morafe. Kgosi le fa go ntse jalo o itlamile go rotloetsa thulaganyo ya ngwao ka dikgomo di le tlhano mo ngwageng o tlang ka tsholofelo ya gore morafe o tlaa itshekatsheka go lemoga bomolemo le maikaelelo a tiro eo. politics 7 Motlhala wa komiti o a bonala Lephata la boipelego kwa Bobonong le kopane le komiti ya ditlhabololo tsa motse bosheng go rola pego ka fa komiti e ntseng e dira ditiro tsa motse ka teng. Modiri mo lephateng la boipelogo, Mme Lenah Thebeyakgosi, o ne a tlhalosa fa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a tswanetse go dira dingwaga tse pedi fela mme a supa fa molao o mosha o neela maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira dingwaga tse tharo. Mme Thebeyakgosi a re molao o mosha ga o letlelele setshaba go tlhopha motho yo o kileng a roba molao wa lefatshe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse. Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong Bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, a tlhalosa fa komiti e dirile go le gontsi go tlhabolola kgaolo. Rre Kgosietsile o supile fa komiti ya ditlhabololo e setse e kgonne go gokela metsi le motlakase mo matlong mangwe mo kgaolong eo. A re ba setse ba kgonne go baakanya matlwana a boitiketso gammogo le go reka ditilo di ferabobedi tse di tlaa dirisiwang ke setshaba. Rre Kgosiitsile a re ba kgonne go penta le go tsenya lebati kwa kgotleng ya Serumola. O supile gape fa ba kgonne go araba ikuelo ya ga Tautona go neela bagodi gammogo le batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lerato ka jalo a supa fa ba dirile moriti fa bagodi ba tlaa ikhutsang teng fa ba ya go amogela madi a bogodi. Rre Kgosietsile o tlhalositse fa ba kgonne go bona dithuso go agela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo le matlwana a boitiketso. A re ka tirisano ya bone le ba Ipelegeng ba setse ba kgonne go agelela mabitla a a kwa Mmaphethu. Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa o tlhalositse fa go dira ditiro tse di faphegileng segolobogolo ya ditlhabololo go bopa setshaba. O rotloeditse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go nna ba begela setshaba ka fa ba dirang ditiro tsa motse ka teng ngwaga le ngwaga. politics 7 Ipaakanyetseng meletlo ya boipuso Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye, o kopile morafe wa gagwe go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga le go amogela molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang mo motsing wa bone kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le boferabobedi. Kgosi Segotsi o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe, kwa dikgotlaneng tsa Dilaene, Parwe, le Mmapheretlha gore baeteledipele ba motse ba eletsa go bona mongwe le mongwe ka letsatsi leo a bo a apere kapari ya mebala e e tsamaelanang le folaga ya lefatshe la Botswana. A re ere ka lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa, ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana go nna le seabe mo ditirong tsa go baakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga ka e le lone letsatsi le lefatshe leno le boneng kgololesego ka lone. Kgosi Segotsi a re e re ka Batswana ba itumelela dingwaga tse di masome matlhano ba ntse ba ipusa e bile ba ipelafatsa ka go simolodisiwa ga lenaneo la go rudisa itsholelo ga mmogo le go khutla ga tebelepele ya setshaba ya 2016 ka kgwedi ya Phalane, go mo maruding a bone e le baagi ba Mahalapye go ititaya ka thupana go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo. Kgosi o rile le ntswa batho ba Mahalapye ba tlwaetse go jela boipuso mo dikgotlaneng tsa bone, gompieno e le baeteledipele ba dumelane gore ditiro tsotlhe tsa boipuso di ya go tshwarelwa mo kgotleng kgolo gore mongwe le mongwe a kgone go itseela ka tsebe molaetsa wa ga Tautona a ba a bolela fa maikaelelo e le go tlhopha batho ba ba tswang mo dikgotlaneng tsotlhe tsa Mahalapye ba ba tlaa tsenngwang mo komiting ya boipuso. Dipatlisiso tse di dirilweng ke ba lekalana la BOPA di supa fa molelo wa kgolagano o tlaa goroga mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ka kgwedi ya Seetebosigo o tla o tsamaya le metse e tshwana Shoshong, Tobela, Mmutlane, Bonwapitse, Kalamare, Mahalapye, Phallaroad, Mmaphashalala, Mookane, Mmamabula le Dibete pele ga o fetela kwa kgaolong ya Kgatleng. E rile batho ba dikgotlana tsa Dilaene, Parwe le Mmadipheretlha ba akgela mo diphuthegong tseo, ba iteela mafoko a ga kgosi megolokwane e bile ba bolela fa ba setse ba tlhophile dikomiti tse di baakanyetsang boipuso mo dikgotlaneng tsa bone. Le fa batho bangwe mo diphuthegong tseo go lebega ba ne ba le kgatlhanong le mogopolo waga kgosi wa gore ditiro tsotlhe tsa boipuso jwa monogwaga di ya go tshwarelwa mo kgotleng e tona, bontsi jwa batho ba supile fa ba dumelana le mgopolo wa ga Kgosi Segotsi gore dijo le tsone di jelwe mo kgotleng e tona e seng mo dikgotlaneng jaaka go ntse go dirwa mo dingwageng tse di fetileng politics 7 Itumeleng Bakery e dira sentle thata Mookamedi wa kgwebo ya borotho ya Itumeleng bakery kwa Block 2 mo Francistown, Rre Joseph Itumeleng wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone, a re kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata mo go lala ka tlala e leng kgang tsa maloba mo go ene le ba lelwapa la gagwe. Rre Itumeleng, yo o direlang mo lelwapeng la gagwe, o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a bolela fa botsipa jwa go apaya borotho a bo amule mo dikgwebong tsa borotho borotho ka go farologana, tse a kileng a di direla. A re o ne a tlogela tiro ka mabaka a dituelo tse di kwa tlase tse di neng di sa lekana go re di ka mo tshetsa le ba lelwapa la gagwe. Morago ga go tlogela tiro o ne a apeela borotho mo lelwapeng la gagwe, le fa go ne go na le dikgwetlho jaaka go tlhoka didirisiwa,le go rekisa go sena dipoelo. Rre Itumeleng o ne a tlhalosa fa a ne a ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma mme ba ofisi eo batla go mo sekaseka, morago ga dikgwedi a bona mokwalo o o supang fa a atlegile mo lenaneong leo. A re mo nakong eno o thusa batho ba ba fang babereki ba ipelegeng dijo letsatsi le letsatsi. A re o thapile badiri ba le bane go tswa mo malwapeng a a farologaneng; ele maiteko a gagwe a go thusa puso go tlhama mebereko. Rre Itumeleng a re jaaka ele mookamedi wa kgwebo eo, o eletsa gore mo dingwageng tse tlhano tse di tlang abo a na le madirelo a matona thata go ka rekisetsa Batswana ba le bantsi le go thapa ba bangwe . O tsweletse ka go tlhalosa fa mongwe le mongwe a gololesegile go tla go kopa dikgakololo kwa go ene; bogolo jang banana jaaka ba eletsa go inaakanya le mananeo a puso a tshwana a temo thuo le a banana. A re o rotloetsa gore bao ba ba batlang go thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma gore ba tlhokomele thata mananeo a bone le go dirisa madi ka fa go tshwanetseng, eseng mo go di sele, a tlatsa ka gore ba tlaa bona tswelelopele ga ba itshokela dikgwetlho ka tsone di nna di le teng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ditlhare di thusa go lwantsha thuthafalo ya loapi Gore go thuthafala ga loapi go kgone go lwantshega, go tlhoka ditlhare gore di gope diphefo tse di bosula tse e leng ditlamorago tsa ditlhabololo. Go buile jalo mogolo kwa Ditladi, Rre Richard Nyathi, kwa moletlong wa temo ya ditlhare kwa motseng oo. Rre Nyathi o tlhalositse fa ditlhare e le tsone di tshegeditseng matshelo a batho ka phefo e ba ehemang le go tlhotlha metsi a baa nwang. O tlhalositse fa maikaelelo a tiro eo e le go tsibosa le go ruta batho ka botlhokwa jwa go lema ditlhare le gone go rotloetsa tshomarelo ya dikgwa le matlotlo a tlholego. Rre Nyathi o tswelela a tlhalosa gape fa maikaelelo a lone e le go ruta batho ka botlhokwa jwa ditlhare mo go lwantsheng bosekaka le go fokotsa manokonoko a phetogo ya loapi. O supile fa dithabololo di dirile gore thuto ya setso e babalelwe ntswa segompieno se agetswe mo go yone jaaka melao ya tshomarelo ditsa tlholego. Rre Nyathi a re ditlhabololo di ntshitse batho mo go jeleng mo ganong go ya kwa kgwebong, mme se se felele se dira gore bagwebi ba ditsa tlhotlego ba itebatse ditsamaiso, mekgwa le melao ya tshomarelo. O tlhalositse fa ditlhabololo di dirile gore batho ba beole naga ka didirisiwa tsa sesha, ba epa masimo mo go amileng mefuta ya ditlhare le dimela tse dingwe, mo go felelang go baka gore batho ba je dijo tse di gakatsang malwetse aa sa tshelwaneng. Rre Nyathi o tlhalositse fa thuto ka ga dikgwa e ka tia, itsholelo e ka gola ka gore dipatisiso di ka dirwa mo gae ka dilo tse di farologanyeng go rurifatsa boleng jwa dimela mo go ka tokafatsang matshelo le kalafi. O supile fa setlhare sa monongwaga ebong Motlhware se dirisiwa e le molemo wa malwetse a a farologaneng jaaka letshololo, matlho le malaria le gone go nkgisa monate fa se besitswe le tse dingwe. A re matlhare a sone a nowa e le tee le gore se dirisiwa go betla le go agelela. Rre Nyathi o tlhalositse fa motlhware e le setlhare se se kganelang molelo le go sireletsa phefo. BOKHUTLHO environment 5 Komiti e lwantsha dikgwetlho tsa Ipelegeng Komiti ya ditlhabololo ya Kumakwane kwa kgaolong ya Kweneng ya re e eme ka dinao go batla tharabololo ya dikgwetlho tsa lenaneo la Ipelegeng. Go buile jalo modulasetilo wa komiti e, Rre Batho Motukisi, mo potsolosong bosheng. A re ba lemoga fa bontsi jwa banana ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mararo ba inaakantse le lenaneo la Ipelegeng. Mme komiti e letlelelwa go hira babereki ba le lekgolo le masome a mabedi mme o fitlhela palo e e fetang sephatlo e le banana. “Tiro ga e tsamae sentle o bereka le makgarejwana ka jaana ba ikopa kgapetsakgapetsa go isa bana sekolong, go ba tseela maduo fa dikolo di tswalwa kgotsa fa ba isiwa sekaleng,” Rre Motukisi a tlhalosa jalo. O bile a bolela fa ba sa nke ba gana go ba fa tetla fa baikopa mme tiro e ketefala boseyong jwa bone. Rre Motukisi a re le ntswa banana ba sa itebe diatla, ba na le go goga maoto fa ba tshwanetse go direla mo letsatsing. A re mo kgweding eno, ba ba bonye palo e ntsi thata ya baikopedi ba lenaneo le ka jaana batho bale lekgolo le masome a bosupa le botlhano ba ne ba supa keletso ya go dira mo lenaneong le. A re seemo se, se raya gore batho bangwe ba ya go tsaya kgwedi tse tharo ba sa bereke ka jaana nako e e tlang ba ya go simolola go hira ba ba neng ba sa atlega kgwedi e. Kgwetlho e nngwe ke gore ga ba na didirisiwa tsa boleng go diragatsa lenaneo. A re ba ne ba fiwa dikiriba, digarawe le diharaka tse tharo ka ngwaga wa 2017 mme di ne tsa senyega mo nakong e khutshwane. Rre Motukisi a re seemo se, se a ipoeletsa ka jaana ba ka supa bontsi jwa tse ba di filweng mo nakong e e fetileng tse di senyegileng mme di tladitse mabolokelo a bone. “Re na le letshwenyego ka jaana go humanegisiwa khansele ka gore motho yo o filweng marapo a go re abela didirisiwa o re fa tse di senang boleng,” modulasetilo a tlhalosa jalo. O tsweletse a bolela fa Ipelegeng e sena selekanyo sa dingwaga tse di letlelelwang go bereka jalo he, ba lemoga fa bagodi le bone ba inaakantse le lenaneo. A re seemo se se ba ketefaletsa tiro ka jaana bagolo ba sena bokgoni jwa go dira ditiro dingwe jaaka go rema ditlhare kgotsa go epa mesele. A re ba na le bagodi ba le batlhano mme o bete se molangwana ka go tlhoka go ntsha maduo ga bone mo tirong. O kopile gore go dirwe sengwe ka mananeo a ga goromente gore a akolwe ke batho botlhe ka go lekana. A re mo bogompienong, ba na le batho ba ba tsereng mananeo a mangwe jaaka a banana le nyeletso lehuma mme gape ba le mo Ipelegeng. A re seo se phutlhamisa mananeo ka jaana go rua dikoko le go lema mo digotlong go tlhoka tlhokomelo mme fa motho a tlhola mo Ipelegeng go dira gore kamoso go bo go twe mananeo a palelwa ke go tlhatlosa batho. Mo go tse dingwe, Rre Motukisi a re ditiro tsa mo motseng di tsamaya ka bonya. O boletse fa ba itsisitswe fa bo beng ba dikonreka ba tshwanetse go ikopanya le bone, kgosi le mokhanselara fa ba sena go fiwa tiro gore bogogi jwa motse bo kgone go baa tiro leitlho. A re seo ga se direge ka jaana go na le mongwe yo o neng a filwe tiro ya go agela mooki ntlo mme ga a ise a ikopanye nabo kgotsa go hira bana ba motse. Mo go tse dingwe, modulasetilo o ngongoregile ka dipalo tse dintsi tsa batswakwa segolo bogolo ba letso la Zimbabwe mo motseng wa bone. A re ba lemogile fa banni ba ba thusa thata mo go utsuweng ga motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe. Bokhutlo society 9 Ba bogosi ba tla a gapa leruo Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe o tlhaoloseditse barui ba ba ruetseng mo motseng gore o simolola go gapa leruo la bone mme ba tla a le rekolola ka madi kwa kgotleng. Kgosi Mathiba o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng morago ga gore banni bangwe ba ipobole mo go ene gore dikgomo, dihutshane le ditonki di ba jesetsa mo kgobedung di senya mo malwapeng mo go setlhogo. O boletse fa a sa bolo go kopa barui go ntsha leruo la bone fa gare ga motse mme ba le ise kwa merakeng le masimo go le itsa go senyetsa batho. A re jaanong go lebega a itaya lentswe ka le lengwe. A re o tsile go phutha leruo leo a le tlhatlhela mo lesakeng la kgotla mme beng ba lone ba bidiwe go tla go le rekolola ka madi. Kgosi Mathiba a re fa di sena beng kgotsa di ba palela o tlaa di isa kwa matimeleng a khansele gore di rekisiwe ka palabalo. Bangwe ba barui ba ne ba dumalana le ene ba bolela fa mafoko a kgosi a tshwanetse go agelwa mosako. Ba buile ka dipelo tse di hubitseng ba bolela fa leruo le robaka ditlhare tsa bone tsa meriti le tsa mekgabisa. Ba boletse fa ditonki di tlogela bopere mo malwapeng di bo di roba diheke. Le fa gontse jalo barui bangwe ba ne ba ikepetse mo goreng dikgomo ke tsa batswakwa ga se tsa morafe wa Mmathethe, ba bolela fa batho ba tswa kgakala ba dira meraka mo motseng wa bone. Ba kopile gore go tsamaiwe le meraka go tseiwe maina a bone gore ba tswa kae. Bokhutlo society 9 Lekgotla le rutuntsha bomme Bomme ba ba mo dikgwebong tse di potlana ba tshwanetse go tlhatlhelelwa dikitso tsa go tsamaisa dikgwebo tsa bone e le nngwe tsela ya go godisa itsholelo ya lefatshe. Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o buile se fa a bula semmuso thuto-seka-dipuisanyo e e neng e rulagantswe ke lekalana la Master Goya Foundation e itebagantse le go tlhatlhelela bomme dikitso tsa go tsamaisa dikgwebo tse dipotlana. Rre Goya yo gape e leng mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo a re thuto-seka-dipuisanyo ka maikaelelo a go fa bomme maele a go tsamaisa dikgwebo tse dipotlana e botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe. A re bomme ba tswa go lowe ba lebanwe ke dikgwetlho mme ebile ba kokonelwa ke manokonoko a botshelo ka jalo go maleba gore ba tlhatlhelelwe ka dikitso tsa go bula le go tsamaisa dikgwebo e le nngwe tsela ya go fokotsa dikgwetlho di tshwana le lehuma, le letlhoko la ditiro tse di ba aparetseng. “Bomme ke thari ya setshaba ka jalo fa o tlhatlheletse bomme o a be o tlhatlheletse lefatshe lotlhe ka e le batho ba bantsi ka dipalo mo lefatsheng,” a bua jalo. O kaile fa puso e sa itshopara go thusa bomme ke ka moo e tsile ka lenaneo le tshwana le la merero ya bong le le itebagantseng le go thusa bomme go ipulela dikgwebo. A re lephata la peeletso,papadi le madirelo le tshwaragane le namane e tona ya go tsosolosa itsholelo ya lefatshe, go nyeletsa lehuma le go tlhama ditiro ka jalo le ngoka bagwebi go tswa ko mafatsheng a mangwe go bula madirelo a sennela ruri gore ba kgone go tlhama mebereko. A re lephata leo gape le rotloetsa gore dikoporase di tsewe ka tlhawafalo ka di ka godisa itsholelo ya lefatshe ka jalo a rotloetsa bomme go ikopanya mo dikgwebong tsa bone tse di farologaneng. “Ke akanya gore re nne le dikoporase mo Palapye mme ke gwetlha banana gore ba ikopanye ba ipope ditlhopha ka dikitsokitso tsa bone tse di farologaneng mme ba bule dikoporase” a tlhalosa jalo. O kaile fa maikaelelo a puso e le gore lefatshe le fetoge go nna tshaba e e nang le dikitsokitso. Moeteledipele wa lekalana la banana la Youth Centre Organisation mo Palapye, Rre Thabo Dimeku o lebogile lekalana la Master Goya Foundation go bo le tshwere ka natla go simolola ka ngwaga wa 2014 mme le tsweletse ka go tlhatlhelela bomme dikitso tsa go bula le go tsamaisa dikgwebo. A re Youth Centre Organisation e tswa kgakala e tshwaragane le lekalana la Master Goya Foundation mme mo bogompienong ba kgonne go tlhatlhelela bomme ka lenaneo la gender affairs. “Morago ga go lemoga fa letlhoko la ditiro le aparatse bomme le banana re ne ra dumalana ka bongwe jwa pelo gore re thuse bomme le banana gore ba kgone go bula dikgwebo ko pheletsong ba thape ba bangwe,” a tlhalosa jalo. Fa a tswa la gagwe, moemedi wa bomme ba ba neng tseneletseng thuto-seka-dipuisanyo eo, Mme Mabel Ketlogetswe a re o itemogetse fa e le bomme ba sa tsamaise dikgwebo tsa bone sentle ka jalo dikitso tse ba tlhatlheletsweng ka tsone di ba butse ditlhaloganyo tsa go tsamaisa kgwebo. economy_business_and_finance 3 Ba le 9 089 ba bonye dijo kwa Morolong Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Good Hope, Rre Robert Rabasimane a re ba setse e abetse banni ba le 9 089 dijo go ba inola mo manokonokong a a bakilweng ke bolwetse jwa corona. Mo potsolotsong le O buile gore bommaboipelego ba ne ba sekasekile batho ba le 10 258 mme a tlhalosa fa ba tlaa fetsa go abela batho dijo mo bekeng eno. O tlhalositse fa mo nakong e ba sekaseka bangwe ba ka phoso ba neng ba seka ba sekasekiwa le ba ba neng ba seyo mo malwapeng ka nako ya tshekatsheko. Rre Rabasimane o supile fa palo ya ba ba setseng e sa fete masome a mabedi le botlhano, bogolo jang ba ba amegileng ba le kwa Pitsane, Rakhuna, Digawana le Phitshane Molopo. Le fa kabo ya dijo e tsamaile sentle o tlhalositse fa ba kopane le dikgwetlho di tshwana le tsa marekisetso a a sa kgoneng go aba dijo ka nako. O supile fa kgaolo e simolotse kwa metseng e letlhoko le neng le gateletse thata teng jaaka Dikhukhung, Leporung, Tshidilamolomo Mabule le Sekhutlane, mme a tlhalosa fa bontsi bo thusitswe. O tlhalositse fa kgwetlho e nngwe e nnile marekisetso a a neng ba leka go tsietsa a sa tsise dijo tse di mmogo mme seemo se sa tsibogelwa ka tshwaragano le komiti ya motse. Mo go tse dingwe, Rre Rabasimane o kaile fa matlwana a boitiketso mo dikoleng tse dipotlana tsotlhe tse di masome a mane le borataro a setse a fedile e bile a emetse dikole go bulwa. O kaile gape gore fa bana ba ka tlhapelang teng mabogo le gone go weditswe mo dikoleng tsotlhe. Rre Rabasimane o tlhalositse fa kgaolo eo, e na le kgwetlho ya letlhoko la metsi mme ba dirile le mela ya go thusa gore metsi a kgone go thusa bana, le gone go baya ditanka gore fa go na le letlhoko la metsi bana ba kgone go dirisa metsi a a pakilweng. O kaile fa ditiro tsotlhe di tsweletse sentle e bile ba feleletsa go baakanya tse di neng di saletse kwa morago. society 9 Puso o rotloetsa borre go ikaga Borre ba kopilwe go ikaga gore ba kgone go nna le malwapa a a kitlanyeng le go aga setshaba. E rile a bua kwa ipelelong letsatsi la mafatshefatshe la borre mo Gaborone. modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso, a galaletsa basimolodi ba letsatsi le a re le botlhokwa ka gore ke nako e borre ba kopanang go lekola seabe sa bone sa mo lapeng lemo setshabeng. Kgosi Puso a re ke nako e banna ba kopanng go bua ka dikgang tse di ba amang le go lemoga tse di ntle tse ba di dirang mo setshabeng. O supile fa rre wa motia e le yo o tlamelang, a sireletsa, a rotloetsa, a kgothatsa, a etelela a bo a tlotla ba lelwapa la gagwe. Kgosi Puso o supile gore setshaba se tshwanetse go akanya gore rre yo o eletsegang ke yo o ntseng jang. O gakolotse gore rre o na le boikarabelo jwa go godisa bana ba basimane ka go ba fa thuto e e lolameng mme le mme o tshwanetse go dira fela jalo mo baneng ba basetsana. Kgosi Puso o kaile fa borre ba na le bokoa jwa go tlhoka go bua fa ba na le mathata mo lwapeng ka tsa matshelo a bone a gakolola gore go botlhokwa go buisana gore go nne le kagisano le pholo mo lwapeng. O rile malapa a a senang borre a tshabelelwa ke digwetlho tse di tshwanang le boimana jwa bana, go dirisa dinotagi, di petelelo le tse dingwe, a re mme ngwao e ka thusa go hema kgang tse le go thusa gore batho ba tlhaloganye gore rre le mme ba tlhwatlhwa ke ba ba ntseng jang. Kgosi puso o kopile baruti le dikgosi go tshwaragana go thusa go aga malapa a motia le tshaba e e bopaganeng le go thibela tse di bosula tse di ka nyeletsang tshaba ya Botswana. O galaleditse puso gore e bo e na le maikaeleo a go tsibogela ka tlhwaafalo dikgang tse di amang bong. O bile a kopa gore bomme le bone ba rotloetse borre kwa lapeng go ikaga go nna banna ba motia le go aga Botswana yo o nang le bokamoso. society 9 Monna mongwe o ikgapetse botshelo kwa Mahalapye Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a ikgapetseng botshelo ka go ikaletsa mo setlhareng gaufi le noka ya Mokubatse. Superintendent Isaac Mmamadi a re monna yoo wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro o ne a tlhaba mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa ka sengwe se se bogale, mme morago a ikaletsa mo setlhareng mo mosong wa Matlhatso. A re mosadi yoo, yo eleng lepodisi o robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye go alafelwa dintho mo tlhogong, dirope, matsogo le mo dinokeng. Batho bao, ba malwapa a bone ka bobedi a bolelang fa ele baratani e bile bana le ngwana wa mosimanyana yo o tshotsweng ka ngwaga wa 2014, ba ne ba itisitse mmogo e bile go sena sekai sepe se se supang fa ba katswa ba ne ba na le go thoka kutlwisisano. Superintendent Mmamadi o boletse mo potsolotsong gore serepa sa monna yoo se beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa mosadi wa ene a tokafala ka bonya ka bonya. Mme Wizzin Mojapelo yo eleng mmaagwe mosadi yo tlhabilweng, a re o phadimositswe ke go utlwa bana ba gowa mo ntlong, mme fa a phadimogela kwa ntlong e baratani bao ba neng barobetse mo go yone a fithela ngwana wa gagwe a kgophaletse fa monna ene a tsene ka lenga la seloko. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa moswi a tlholega mo kgotleng ya Seetso kwa Serowe fa wa mosadi ene atswa mo kgotleng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye. Superintendent Mmamadi o ikuetse mo setshabeng segolo jang baratani go kopa dikgakololo mo batsading, baruti, mapodisi, dikgosi le badiri ba boipelego fa ba na le dikgotlhang ka jaana go bolaya ba bangwe le go ikgapela matshelo e se tharabololo ya mathata. Fa dikgang dieme jalo, mapodisi kwa Mahalapye, diphuthego tsa dikereke, magosi le magosana gammogo le morafe ba tlaa tshwara merapelo kwa masimong a Gwape go rapela kgatlhang le dikotsi tsa tsela tse go bolelwang di gapa matshelo a batho. Kwa Machaneng mapodisi a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe wa Lerala go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa Chadibe. Assistant Kebueng Hulela o boletse gore mmelaelwa o ne a rema moswi ka selepe mo tlhogong, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sefhare, kwa e rileng a goroga teng a hudusetswa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown kwa a neng a tlhokafalela teng kgwedi e fetileng ele masome a mabedi le boraro. crime_law_and_justice 1 Kgosi o kgala botlhoka tsebe Kgosi Ghani Moses wa kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe o kgadile botlhoka tsebe jwa bana ba kgaolo ya gagwe. Kgosi Moses o ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng e maikaelelo magolo a yone e neng e le go rerisana le batsadi ka fa ba ka thusanang ka teng go bepisa seemo, ba itebagantse le go tlhoka tsebe ga bana, tiriso ya nnotagi, kgokgontsho mo malwapeng le tse dingwe. O supile fa batsadi bangwe, bogolo jang banana ba tshola bana ba bo ba ba tlogela le basadibagolo ba dithata tsa bone di setseng di fedile go ka tlhokomela bana. A re bana ba busediwe kwa batsading ba bone ka a tshwentswe thata ke ditsheko tsa bagodi ba ba yang kwa kgotleng ba ngongorela go phuaganngwa ga bana ke batsadi ba bone. Kgosi Moses a re batsadi ba boele kwa ngwaong ya Setswana ya kgodiso ya ngwana ka e ne e le motlhofo, ngwana a tshwaraganelwa ke bomalome, rakgadi le ba bangwe. O kopile batsadi go bua le masika fa ngwana a tlhokile tsebe go na le go isiwa kwa kgotleng ka o a bo a santse a le kwa tlase ka dingwaga. A re kgotla e ka seka ya aga ngwana. A re malwapa a go tshelwang ka dikomano le go kubetsana ga batsadi mo go one a na le seabe mo go tlhakatlhakanyeng ditlhaloganyo le matshelo a bana, mme a kopa batsadi go ikgapha mo go direng dilo tse di maswe mo matlhong a bone. Mo go tse dingwe, Kgosi Moses o ne a supa fa komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go nna tlhaga mo ditirong tsa yone ka e le yone lentswe le leitlho la morafe, mme a kopa tirisano mmogo gore ba kgone go akantshana. Kgosi o ne a lekodisa morafe fa moalo wa kago ya leobo la kgotla o dule e bile mong wa konteraka yo o neetsweng tiro a setse a le teng go simolola. Morafe o ne wa dumalana go ema kgosi nokeng go lwantsha borukhutlhi le go bereka mmogo go tlhabolola kgaolo. Mothusa ratoropo e bile e le mokhanselara wa Bontleng, Mme Dorcus Letlhogela o ne a supa fa botlhoka tsebe le go tlhokka go dira sentle kwa dikoleng ga bana go tlhoka go tshwaraganelwa ke bana, batsadi le ba-na-le seabe ba bangwe. A re le fa dikole tsa Selebi Phikwe di dira sentle go santse go tlhoka go itebaganngwa le bana ba ba sa direng sentle gore maduo a ye kwa godimo go feta fa a leng teng. society 9 Bogogi jwa Zutshwa bo ngongoregela melelo ya naga E re ka paka ya mariga e tlwaelesegile ka go tlhoka bojang, monongwaga ke se sele ka dipula di dikile di gosomane mme bojang le jone jwa gola ka mmetela. Sebe sa phiri ke gore bo nna borai ka paka ya melelo ya naga ka e felela e nna boima go laolesega. Mo potsolotsong le BOPA Kgosi wa Zutshwa, Kgosi Johannes Motlhaetsi o tlhalositse fa motse wa gagwe o ikaegile thata ka dipoelo tsa khamphani ya letswai go thusa go tlhabolola motse mme ba ikaeletse go atolosa letseno la bone ka bojanala. Le fa go le jalo, Kgosi Motlhaeletsi o tlhalositse fa ba tsenwa ke letshogo ka seemo sa melelo mo motseng ka o baya mohama wa bojanala mo kgaolong ka fa mosing ka gore ditsa-tlholego tse ba ka ithusang go ngoka bajanala ka tsone di felela di nyelela ka ntlha ya melelo eo. A re melelo e, e baya matshelo a banni mo diphatseng ka jaana ditshimo le leruo di felela di amega mo bangwe ba salang ba itshopere go sena se ba itshetsang ka sone. O tlhalositse fa melelo gantsi go belaesega e bakwa ke batho ba ba tsomang ntle le teseletso ka jaana go supagala fa ba a bo ba batla go senola metlhala ya diphologolo mme se se felele se baka melelo e e sa laolesegeng. Kgosi o kopile maphata a puso le banni ba motse go tshwaraganela go tima molelo go babalela di-tsa tlholego tse di ka thusang go godisa itsholelo ya metse ya bone gammogo le go godisa itsholelo ya lefatshe ka bophara. A re go tlhagoga ga melelo go baka dikgotlhang gareng ga barui le diphologolo tsa naga ka jaana di felela di tshabela kwa motseng mme di felele di tlhorontsha banni fa dibatana dingwe tsone di felele di bolaya loruo. Kgosana Jacob Mokgorise wa Zutshwa, o supile fa melelo ya naga e ba apesitse kobo ka letshoba le fa ba lephata la dikgwa ba lekile bojotlhe go lwantsha melelo eo. O kaile fa melelo eo, e kekela ka monokela mme ba nna ba le malala a laotswe ka ba tlhophile setlhopha sa banana ba lesome go thusana le lekoko le le ntshitsweng ke lephata la dikgwa go lwantsha melelo. A re ga ba ise ba nne le dikgang dipe tsa batho ba ba amegileng mo melelong le fa ditshimo dingwe di setse di fisitswe ke melelo mme ka lesego bontsi bo ne bo setse bo robile. Ends disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgosi o ganetsa magatwe a go utswiwa ga bana Mothusa kgosi kgolo ya Bakgatla, Kgosi Sekai Linchwe, o ganeditse magatwe a gore go na le batho ba ba tsayang bana go dira dipheko ka bone. O boletse jalo mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa kgotleng kgolo bosheng. Kgosi a re go na le batho ba ba reng bana ba a utswiwa, mme ba sa bue boammaaruri ka go se na ope yo o kileng a supa fa ngwana wa gagwe a timetse kana a bolailwe. O supile fa go begilwe dikgang di le supa kwa lekgotleng. Mo go tsone, di le nne e ne e se tsa boammaaruri, fa di le tharo e le boammaaruri mme batho ba ba amegang ba tshwanetse go isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato wa go sa boleleleng mapodisi boammaaruri. Mosetsana o ne a begela mapodisi fa a ne a alotswe ke batho ba ba neng ba batla go mmolaya ntswa a sa bolela boammaaruri a itse gore o ne a robetse kwa mokapelong kwa Malotwane. Molato wa bobedi, mosetsana o jele madi a babereki ba a neng a dira le bone. O ne a berekela kwa madirelong a go ntlafatsa noriri, ka jalo a tshaba go ya tirong, a bo a re o alotswe ke borre bangwe ba a sa ba itseng. Molato wa boraro ke wa mosetsana yo o neng a tserwe ke mokapelo wa gagwe a mo isitse kwa Malotwane mo lefelong le sele, e re batsadi ba mmotsa a bolela fa a tserwe ke babelaelwa. Go utlwala fa basetsana ba nyamela malatsinyana, e re fa ba boela kwa malwapeng, ba bo ba re ba ne ba thupilwe ke batho ba ba bolayang batho ntswa ba sa bue boammaaruri. Kgosi o boletse fa se se dirile gore a felele a bitsa phuthego ya kgotla ka ntlha ya go batla go itsise morafe fa magatwe a a buiwang a gore go na le batho ba ba bolayang batho e se boammaaruri ka go se na bape ba ba kileng ba tla kwa kgotleng kana go ya kwa mapodising go bega fa ba sa bone bana ba bone ba bolailwe. Mo kgweding e e fetileng, kgosi o boletse fa a ile a lelediwa ke mogokgo wa sekole sa Isang a re a tle go ba thusa ka bana ba ba phamolwang ke batho mo sekoleng. A re o fitlhetse batsadi ba jele magala, ba botsa gore ba tlaa dira jang ka bana ba bone ba tshaba go tla sekoleng, ba re ga ba a sireletsega. A re batsadi ba bolela fa batho ba tsamaya ka koloi e khubidu e bile ba tsamaya ka dipitse tse pedi ebile batho ba teng ke mawelana. O boletse fa a ile a bitsa ba sepodisi go tlhotlhomisa kgang e, mme mapodisi ga ba a bona sepe. E rile fa morafe o akgela mo mafokong a ga kgosi, bangwe ba supa fa ba dumelana le kgosi gore se se buiwang ga se nnete, fa ba bangwe ba le sebete se molangwana. Rre Mankge Masule, o ne a akgela ka gore go tswa kgakala gotwe go jewa batho mme e se boammaaruri. O ntshitse mogopolo wa gore go nne le lekgotla le le tlaa itebaganyang le dikgang tsa mofuta o, go di tlhotlhomisa ba buisana le batsadi ba bana pele. Rre Willie Mpete a re bana ba gagwe ba ne ba tla ba mmolelela gore morutabana wa bone kwa sekoleng se sebotlana sa Phaphane, a re go na le mawelana a a jang batho ka go ba utswa le go dira dipheko, a re ba tshabele kwa malwapeng. Rre yoo a re o ne a leletsa morutabana yoo go batla boammaaruri jotlhe, a mmotsa gore ke eng a tshosa bana. A re morutabana yoo o boletse fa a ne a tshameka a tlhalosa fa a ne a raya gore ba se ka ba tshamekela mo sekoleng. Kgosi o ne a bolelela morafe gore o sa ntse a le mothusa kgosi ya Bakgatla le ntswa puso e sa kgona go mo okeletsa malatsi a tiro morago ga go kwalela puso lekwalo go itsese fa a weditse dingwaga tsa gagwe tsa bogodi mme ba se ka ba ya le dikgang tsa dipampiri. A re ene o tlaa nna a tswelela ka tiro le ntswa a sa amogele sepe. O ne a tswelela ka go tlhalosetsa morafe fa kgosi kgolo a sa ntse a tsogile sentle kwa Moruleng a se na mathata a a buiwang ke ba dipampiri tsa dikgang tse di mmuang leswe. O ne a wetsa ka gore ba tsweletse ka go buisana le kgosikgolo ebile ba mmegetse ka ditlhabololo tse di tsweletseng mo motseng. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Tshingwana e tla a tokafatsa maduo Mokgogo wa sekolo se se botlana sa Bonewamang Memorial, Rre Victor Radikgobati, o lebogile lekgotla la Cheshire Foundation, Hope Worldwide Botswana, le barutabana ba sekolo seo go bo ba nnile le mowa wa boithaopo le lorato; ka thuso mo go ageng tshingwana ya merogo. Mogokgo Radikgobati o lebogetse tshwaragano e mo pulong semmuso ya tshingwana ya merogo kwa sekolong se se botlana sa Bonewamang Memorial mo Molepolole e eneng e eteletswe pele ke mothusa mokwaledi wa lephata la thuto, Rre Kgopotso Ramoroka. Rre Radikgobati a re tshingwana eo e tlaa thusa go tokafatsa maduo a thuto ya Temothuo ka ele nngwe ya dithuto tse di palelang baithuti mo sekolong sa gagwe. O boletse gape gore maikaelelo a mangwe a go dira tshingwana eo, ene ele go akaretsa bana ba ba nang le bogole, a re bana ba ithuta botoka fa ba dira ka diatla. O boletse fa tshingwana eo e thailwe ka P25 000 yo abilweng ke ba Cheshire Foundation, fa Hope Worldwide Botswana yone e ne ya direla bana ba masiela, ba-na-le-bogole le batlhoki thuto-seka dipuisano; mme barutabana bangwe, ba aba ditlhare tsa maungo le go agelela tshingwana eo. Lekgotla la Hope Worldwide Botswana le ne gape la kgobokanya batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong seo, ba ba rutuntsha mme morago batsadi bao le bone ba tsenya diatla ka go kopa dithuso tse di farologanyeng mo go boradikgwebo go tsweledisa tshingwana eo. “Tshingwana e e kgaogantswe ga raro; ntlha e nngwe ke merogo fa e nngwe ele ditlhare tsa maungo le karolo ya dimela tse di tshwanang le mmidi le dinawa. Bagaetsho re ikaelela go aga hoko ya dikoko le mebutla, maikaelelo ele go tsenya sengwe le sengwe fela se se mo lenaneong la thuto,” Mogokgo Radikgobati a tlhalosa. Fa a akgela, Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe o ne a re o itumelela gore a bo a nnile le seabe mo go thuseng gore tshingwana e agiwe. A re puso e ntshitse mananeo a temothuo jaaka la ditshingwana tse di ka fa morago kana ka kwa segotlong; a re sekolo se tshwanetse sa itse fa ditshingwana tseo ese tse di amang kwa lwapeng fela, mme mogopolo ele go itshetsa go tokafatsa itsholelo. A re merogo le maungo a tshingwana ya sekolo, a ka rekisiwa mme sekolo sa ikgobokanyetsa madi go thusa fa puso e tlhaeletseng teng. Mopalamente Kwelagobe a re mowa wa bojammogo ke one o ka tsholetsang itsholelo ya lefatshe leno; a tlhalosa fa a ne a buisana le tsala ya gagwe e a e boletseng ka leina la Jamal, yo a reng o solofeditse go aba ditlhare tsa maungo di le masome a mararo. Mo go feng malebo, mokhanselara wa kgotla ya Sebele, Poloko Motlhobogwa, o ne a kgothatsa sekolo le batsadi go kopanela tiro ya go tlhokomelwa ga tshingwana ka botlalo gore maduo a tiro a nne teng. Bokhutlo education 4 Tlogelang go gopela lebala la ditshupo Batho ba kgaolo ya Mahalapye ba kopilwe go tlogela go gopela lebala la ditshupo ka e le poelo morago mo tlhabologong ya motse wa bone. Fa a rola pego ka komiti ya ditshupo, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa ditshupo, Rre George Mogotsi o kaile fa a tshwenyegile ka ba ba ikanetseng go senya kwa lebaleng la ditshupo la Mahalapye. Rre Mogotsi o buile jalo kwa ditshupong tsa kgaolo ya Mahalapye tsa mafelo a beke. O tlhalositse fa komiti ya ditshupo gangwe le gape e berekela mo kgamelong e e dutlang ka maiteko a yone a senyelediwa ke bo maja polaelo. A re e sale ba simolola go tshwara ditshupo ka ngwaga wa 2008, ba bereka go reka terata ya lebala la ditshupo ngwaga le ngwaga. A re fa ditshupo di fela batho ba gopela terata, mme e nne poelo morago. A re megotlha ga e nne teng, le dipompo tsa metsi ka di a tsewa, mme ngwaga e e latelang ba tshwanelwa ke go simolola sesha. Rre Mogotsi o ne a kopa botsadi go sa amogeleng dilwana tse bo sa itseng gore di tswa kae, e bile ba thuse go fedisa borukhuthi jwa go nna jalo. O boletse fa keletso e le gore ba ka bo ba tsentse motlakase, mme fela ba kgorelediwa ke ba ba ba busetsang morago ka go thukutha gammogo le letlhoko la madi. O ne a kopa kemonokeng ya morafe wa kgaolo le makgotla a a ikemetseng ka nosi, go thusa. Ditshupu tseo di ne di bulwa semmuso ke mogolwane wa banka ya Barclays Rre Calistus Chijoro a na le bagolwane ba kgaolo ya Mahalapye ba ba neng ba akaretsa molaudi wa kgolo Rre Bakuedi Masole, mokwaledi wa kansesele Rre Mozondic Moswete, dikgosi le makhanselara. politics 7 Balemi kwa Boteti Botlhaba ba re ditlou di ba kgoba marapo Banni ba Mosu, Mmatshumo, Mokubilo, Makgaba le Khwee kwa kgaolong ya Boteti Botlhaba ba re tshenyo e e dirwang ke ditlou e ba kgoba marapo. Banni ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Sethomo Lelatisitswe, bosheng. Ba re ga ba sa tlhole ba bona maduo a temo ka ditlou di senya dijwalo tsa bone. Banni ba re ba lemoga gore puso e dira maiteko a go ba ntsha mo lehumeng ka go ba lemela ka lenaneo la ISPAAD le mananeo a go agelalela masimo mme ditlou di phutlhamisa maiteko a. Ba re ga ba sa tlhole ba tsamaya ba sosologile mo masimong le meraka ka ditlou di gobeya gongwe le gongwe. Banni ba Mosu, Makgaba, Mmatshumo le Mokubilo ba ngongoregetse tiego ya peo ya ditsha. Ba re e setse e le dingwaga go sa abiwe ditsha, kgang e ba reng e ba kgoreletsa go diragatsa maitlamo a bone. Kwa Makgaba banni ba re ba sa le ba filwe dinomoro tsa ditsha, mme ga ba esi ba bewe. Bangwe ba ne ba kops mopalamente go ba tlhalosetse ka molao wa batho ba ba ratanang e le ba bong jo bo tshwanang, dikgang tse ba reng ba di utlwa mo metsweding ya dikgang. Rre Phillip Kopano, yo e leng mothusa kgosi kwa Mosu, a re ba kopa go atolosediwa kokelwana a tlhalosa fa motse wa bone o godile mme kokelwana e e teng e le kwa tlase mo ditlamelong. A re ba ne gape ba solofediwa go agelwa diofisi tsa sepodisi mme nako kgolo ke eno. Kgosi Kopano o ngongoregetse tiego ya mananeo a a dirwang ka madi a dikgaolo, a bolela fa gape go dirwa ntle le therisanyo le bogogi jwa motse le komiti ya ditlhabololo tsa motse fa Rre Gabarutwe Boloka yo e leng mothusa kgosi kwa Khwee, e ne a re o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya dinotagi le thekiso ya tsone pele kana morago ga di nako tsedibeilwe. Kgosi Boloka o tlhalositse fa nnotagi e e baka dintwa tse dititeo tse fa gongwe di felelang di bakile dintsho. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmatshumo, Rre Balefi Gobuamang, a re ba kopa go agelwa matlo a borutelo a le mabedi. Rre Lelatisitswe o ne a kopa banni ba Khwee go ikgapha mo tirisong botlhaswa ya bojalwa a re bo senya botshelo jwa motho. Rre Lelatisitswe a re kgang ya batho ba ba ratanang e le ba bong jo bo tshwang ga ya dumalanwa kwa palamenteng, ke kgang ya makgotla a ditsheko. A re puso, e emetswe ke rramelao mogolo, ga e dumelane le kgang ya gona jalo ebile e ikuetse kwa kgotleng ya ditsheko tsa boikuelo. Mopalamente o ba tlhaloseditse gore tsholofelo ke gore letsomo le tlaa araba selelo sa bone sa tshenyo ya ditlou. Mogolwane wa botsogo, Mme Tuna Golebilwemang o tlhalositse fa motse o tshwanetse go re o bo o na le batho ba le dikete tse tharo gore o nne le kokelwana e e nang le ntlo ya pelegi. Modulasitilo wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Kelentse Mawala, a re tiego e bakilwe ke lenaneo la tshekatsheko ya metse la Makgadikgadi Study Plan le le neng le dirwa kwa Mokubilo, Mmea, Mosu, Mmatshumo le Makagaba. Rre Mawala a re ba solofetsse gore le wele mo nakong e e sa fediseng pelo. Mogolwane wa lephata la diphologolo, Rre Tshegofatso Galeboe, a re ga se gore ga ba batle go ba thusa ka nako, mathata ke gore kgaolo ya Boteti e bophara mme go na le kgwetlho ya tlhaelo ya dikoloi le bodiredi. society 9 Boleng jwa noka bo wela tlase Mothusa kgosi wa Metsimotlhabe mo kgaolong ya Kweneng, Rre Maganelo Mmipi a re ga ba robadiwe ke batho bangwe ba ba tsweletseng ka go utswa motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe. Fa a bua mo puisanong bosheng, Rre Mmipi o tlhalositse fa motse o sa robalelwa ke ditlhokwa ka ntlha ya magodu a ka ba intshitse bo tsebe se utlwe mme ba tsaya motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe ka dikgoka. O tlhalositse fa tshenyo e, e diragala mo matlhong a banni ka gore batho ba utswa motlhaba bosigo le motshegare. Kgosi Mmipi o supile banni ba Metsimotlhabe ka monwana a re ke bone ba itseng kwa bogodu jwa motlhaba bo tswang teng ka ba na le tirisano le batho ba ba o utswang. O tsweletse a re banni ga ba na maikarabelo a go somarela lefatshe le matlotlo a motse ke ka moo ba amegang mo tirong e e maswe e. A re magodu a, ke batho ba ba dikgoka e bile ba kgona go lwantsha morafe fa o leka go ba kgalemela mabapi le tshenyo e. O supile fa ba leka ka bojotlhe go lwantsha borukutlhi jo. O boletse gore go le gantsi bogosi le mapodisi ba tswa letsholo go kgalema mme ba kgona go tshwara batho bangwe. A re morago ga go tshwara magodu a, ba rekisa motlhaba oo mme madi a tsene mo letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse. O tsweletse a tlhalosa fa boleng jwa noka ya Metsimotlhabe bo wetse tlase ka ntlha ya go utswa motlhaba o. A re noka e ke boswa jwa motse e bile ke bontlha bongwe jwa ditso le matlotlo a one jalo ba tshwanetse go a sireletsa. Go ya ka mothusa kgosi mo dingwageng tse di fetileng noka e ne e nna le ditotoma tsa motlhaba tse di thusang go tshegetsa metsi fa noka e tletse mme mo nakong eno ga e na motlhaba, selo se a reng se diphatsa mo banning bogolo jang ba ba agileng mo letshitshing la noka e, ka jaanong fa dipula di phaitse e elelela mo malwapeng a a gaufi. Kgosi Mmipi a re tshenyo e e diragalang mo nokeng ya Metsimotlhabe e supa go tlhoka botho le lenyatso ga batho ba ba utswang motlhaba. O tlhalositse fa batho ba, ba sa tshabe molao gonne ba kgona go boelela molato morago ga go atlholwa. Kgosi Mmipi a re morafe o tshwanetse wa itlhokomelela ditso le lefatshe la one. A re go tsaya motlhaba mo nokeng e, ke tshenyo e e ka tlogelang motse o sena se o ka ipelafatsang ka sone mo isagong. O ikuetse mo setshabeng ka kakaretso go emisa tshenyo ya motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Dikereke di tshwaraganya morafe Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall kwa Lobatse a re bokopano jwa dikereke bo botlhokwa ka jaana dikereke di tshwaraganya morafe. Kgosi Letsholo o buile jalo fa komiti ya bong ya Lobatse e ne e tshwere thuto-seka dipuisano le baruti le baemedi ba dikereke, go ba tsibosa ka dikgang tsa bong le go ba lemotsha botlhokwa jwa go nna le seabe mo go tsone. Baruti le baemedi go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng, mo toropong ya Lobatse ba tsibositswe ka dikgang tsa bong le kgokgontsho ya bana ba basetsana le bomme. Mogolwane go tswa kwa lephateng la bong, Mme Gomolemo Rasesigo, a re dikgang tsa bong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ke matshwenyego a magolo. Mme Rasesigo a re malatsi a a lesome le borataro a direletswe go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana le dikgang tsa bong, le go tsibosa dikereke gore di tseye karolo le go ruta diphuthego ka dikgang tsa bong. A re ba lemoga gore kgethololo ya bong le kgokgontsho ya bana ba basetsana di rotloediwa ke go tlhoka go buisana kgotsa go tlhoka go rerisana a re ba dikereke ba tseye boikarabelo jwa go rutuntsha diphuthego, mo malatsing a, le go feta e nna bontlha jwa thuto kwa kerekeng. O tsweletse a supa gore go na le dilo di le mmalwa tse di rotloetsang kgokgontsho le dikgang tsa bong jaaka go latlhegelwa ke dithoto, go wela kwa tlase ga itsholelo mo go amang le yone itsholelo ya lefatshe, a re e baka le dikgobalo, le kwelo tlase ya maduo mo tirong. Mme Rasesigo, a re dingwao le ditumelo tse di farologaneng le tsone di na le seabe thata mo dikgannyeng tse, a bolela gore kgokgontsho e e amile thata matshelo a bomme ka dipalo tsa masome a marataro le bosupa mo lekgolong, fa borre bone dipalo tsa bone e le masome a mane le bone mo lekgolong ba amilwe ke kgokgontsho e a reng dikereke di tseye karolo gore e e di tshwanetseng ba dire tiro ya Modimo ya sekeresete. Mokwaledi wa komiti ya tsa bong kwa Lobatse, Mme Kutlo Mophalane, o supile gore komiti e dirilwe ka maphata a puso a a farologaneng, jaaka ba khansele, ba ofisi ya ga molaodi, mapodisi, badisamagolegwa, ba sesole sa Botswana, kokelo ya Atholone, Botswana Post le tse dingwe fela go akaretsa maphata, a a ikemetseng a eseng a puso. O tsweletse a kgothatsa baruti le baemedi, ba dikereke go nna le mananeo ao ka one go tlaa dirwang thulaganyo ya gore bomme ba rotloediwe mo go tsa bong le tekatekano go ya ka ditirelo le dithulaganyo tsa mananeo jaaka, go aba, dikomiti tsa mo kerekeng, le gone go neelwa maemo. A re fa go kgaoganngwa madi go bona gore go abelwa mang le gone go sekasekiwe go akarediwe bomme le borre. Mme Mophalane o ne a kgothatsa maloko a dikereke go phuthologa go ntsha dikakanyo, go bua le go tsaya karolo mo kerekeng le gone go fa bomme sebaka sa gore ba tshware maemo a a kwa godimo mo kerekeng. A re bomme le borre ba tshwanetse go tshwara maemo a a tshwanang a tiro, a re botlhe ba na le bokgoni, a re gape botlhe ba tseye ditshwetso tse di lekanang. Mme Snowball Office ene e le yo o lebeletseng dikgang tsa bong mo khanseleng ya toropo ya Lobatse a re maikaelelo ke go dira kitso ka go tsibosa setshaba sa Lobatse ka dikagng tsa bong le kgokgontsho ya mo malwapeng. Go itsise ka komiti e ya kgaolo ya Lobatse ya dikgang tsa bong le gone go bona seabe sa dikereke go fedisa kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana ba basetsana mo malatsing a a lesome le borataro a go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong. Moruti Daniel Otlaadisa wa kereke ya Humble Before Christ International a re go tlhoka gore bobedi mo lenyalong ba ithutane gore mongwe le mongwe a itse bokowa jwa molekane wa gagwe, a re fa ba sa ithutane ba felela ba le mo ditlhalanong tse di apereng lefatshe. religion_and_belief 8 Ipelegeng e belege Letlhogonolo E re ka puso e itlamile go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana ka go tlhama mananeo a a farologaneng go itshetsa, se se tswa maduo ka Batswana ba ba inaakantse le mananeo a go tokafatsa matshelo le go fitlhelela ditoro tsa bone. Mme Letlhogonolo Magogoba wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe ke mongwe wa banana ba lenaneo la Ipelegeng le ba thusitseng go fitlhelela ditoro tsa bone. Mme Magogoba o tlhalositse gore e rile morago ga go retelelwa ke go dira sentle mo mophatong wa botlhano a seka a kgobega marapo mme a inaakanya le Ipelegeng go mo thusa ka a na le toro ya go nna mosigi wa diaparo wa tlhwatlhwa. A re o bone fa Ipelegeng e le tsela le boammaruri ka a ne a bona fa e ka mo thusa gore a seka a simolola mekgwa e e fatlhang jaaka go nwa bojalwa, go rekisa diritibatsi kgotsa go inaakanya le marato a batla madi. Mme Magogoba o boletse gore ka letseno la gagwe la P540 la kgwedi le kgwedi o itsenya sekole kwa Realic Education kwa a ithutelang dithuto tsa Certificate in Fashion Design. A re mo nakong eno o ithutuntsha mo go tsa go roka kwa kerekeng ya Divine Mercy kwa Metsimotlhabe. A re Ipelegeng ga e ise e mo tlhabise ditlhong ka tsatsi lepe ka fa e ne e se ka yone o ka bo a sa fitlhelela se a se batlang mo botshelong. O tlhalositse fa morago ga go digela tiro ya letsatsi mo Ipelegeng a lebagana le tsa sekole. A re se, se a mmerekela ka jaana se sa kgoreletse tiro ya gagwe ya sekole segolo jang ka a fetsa mo Ipelegeng motshegare e bile nako e santse e le ntsi. O kgothaditse banana jaaka ene gore ba seka ba lebela mananeo a puso ko tlase segolo jang la Ipelegeng ka ene e le mopaki wa gore lenaneo leo le a bereka fela thata. O tsweletse a re banana ba tshwanetse go tswa mo mekgwatheng e bile ba emise go inaakanya le mekgwa e e ka bayang matshelo a bone mo diphatseng ba leka go bona tsela ya go itshetsa mme ba dire tse di molemo. politics 7 Ditshupo ditshwanetse tsa tlhwaafalelwa Banni ba kgaolo potlana ya Boteti ba rotloeditswe go tsaya ditshupo tsa temo-thuo tsa kgaolo eo ka tlhwafalo le ntswa go na le dikgwetlho tsa leuba le le apereng lefatshe leno.
 Kgothatso e, e dirilwe ke mogolwane wa mananeo go tswa kwa meepong ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM), Rre Tefo Tefo, fa a ne a bula ditshupo tsa kgaolo ya Boteti ka Matlhatso, a tlhalosa fa ditshupo di le botlhokwa thata ka baditseni ba ithuta tse di farologanyeng ka tsone.
 O kopile Batswana go tlhwafalela temo thuo ka ba ka kgona go ijesa le go direla lefatshe leno dijo.
 Dithupo tse dine di tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se reng,” Boipelego; konokono ya go nyeletsa lehuma go ya 2016 le go feta”a supa fa sele maleba ka jaana se tlhalosa botlhokwa jwa temo-thuo le boipelego. A re mananeo a a thusang balemi-barui jaaka la ISPAAD, LIMID le nyeletso lehuma a ka o ne puso e ikaelela go tlhabolola dijo le go tlhama ditiro, ka gore dipalo di supa fa mananeo ao a na le seabe se segolo mo kgaolong ya Boteti le lefatshe leno ka bophara ka e bile a fetotse seemo sa matshelo Batswana. A re go lemosega gore go leuba ,mme a leboga go bo komiti ya ditshupo e kgone go tswelela ka tsone le gore pele fa lefatshe leno le tsaya boipuso ,le go bonwa ga ditswa mmung, temo-thuo e ne ele yone e tshegeditseng itsholelo ya lefatshe leno,mme e ne ya wela tlase ka mabaka mangwe. 
Rre Tefo a re ba ntshitse P334,819.00 go thusa mo ditlhabololong tsa lebala la ditshupo la kgaolo ya Boteti le P10.000.00 go dirisiwa mo kabo dimpho ya ditshupo tsa mono ngwaga. society 9 Batswana ba na le mowa wa go abelana Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, a re Batswana ba na le mowa wa neelano, kabelano le kutlwelobotlhoko. Tona Masisi o buile jalo fa a ne a abela Mme Banthusitse Kesenogile ntlo ya kamore tse pedi kwa kgotleng ya Koboyatlhosi kwa motseng wa Ntlhantlhe bosheng. Ntlo eo o e agetswe ke baithuti ba sekole sa booki, ba ba neng ba ikatisetsa kwa motseng oo, ba engwe nokeng ke komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le banni ba Ntlhatlhe. Rre Masisi, yo gape e leng mopalamente wa Moshupa, o galaleditse Batswana gobo ba sa ntse ba boifa Modimo e bile ba o obamela ka nako tsotlhe. A re seo se dira gore lefatshe la Botswana le itumedise e bile go rene kagiso mo go lone. O boletse fa tautona wa lefatshe leno, ka bopelotlhomogi le lerato la Modimo, a ile a bona go le botlhokwa gore mo matshelong a Batswana, ba eta ba gadima kwa morago go bona ba ba tlhokileng lesego le gone gore ba ka thusiwa jang go ba fa seriti. Tona o boletse fa kwa mafatsheng a mangwe go tikanwa ka noga e tshela, go lowa bosigo le motshegare, a tlatsa ka go supa fa Batswana bone ba le pharologano, ka ba tsibogela matlhoko a ba ba tshelang nabo. Rre Masisi a re ka ntata ya neelano e e renang, puso e ntshitse madi go tsamaisa mananeo a mantsi go thusa ba ba kobodikhutshwane go tswa mo lehumeng. O boletse fa madi a sa ntse a le mantsi mo lenaneong la nyeletso lehuma, le le ka fa tlase ga ofisi ya gagwe. A re puso e ne ya ntsha P180 million go thusa batlhoki. Rre Masisi o ne a baya Mme Kesenogile lefoko, a mo tsibosa fa morafe wa Ntlhantlhe o mo sireleditse mo dipuleng, dirame le dilalome, mme ka jalo a kopa gore a ba leboge thata. Fa amogela ntlo eo, Mme Kesenogile, yo o neng a tletse boitumelo, a tlolakaka a bo a relela, o ne a supa tebogo ya gagwe go menagane thata. O boletse fa a ne a lapisitswe ke go bopa mmu o ereng fa pula e na o bo o gosomana. Mme Kesenogile o ne a boa a kopa gore a thusiwe ka ntlwana ya boitiketso. E rile a leboga, mopalamente wa kgaolo, Rre Kentse Rammidi, a ngongoregela badirelapuso bangwe ba ba sa tsamaiseng dikitsiso ka mananeo a puso, a re bangwe ga ba itse sepe ka mananeo a a ntshang batho mo lehumeng. Le fa go ntse jalo, o galaleditse maloko a VDC kwa Ntlhantlhe gobo ba le tlhaga mo go direleng batho, mme a ba kgothatsa gore ba tswelele ka mokgwa o o. O kgadile batho bangwe ba ba tlhophang maloko a VDC ka dipharologanyo tsa diphathi tsa sepolotiki, a re ga go thuse gore go tlhophiwe batho ba ba sa nonofang le matagwa fela. Rammidi o kopile puso go okeletsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse lemmenyana le ba le amogelang, a bolela fa ba tshwere tiro e tona thata mo setshabeng. Mo go arabeng kopo ya ga Mme Kesenogile, tona Masisi o solofeditse bolao, Rre Kaelo Hule wa mogwebi ene a ithaopa go ka aga ntlwana ya boitiketso, fa Rre Taolo a tla reka setofo. Ba nyeletso lehuma mo lephateng la temo-thuo ba simolotse go mo agela hoko ya dikoko, mme ba tla mo fa dikoko dile masome a mabedi le botlhano, melemo le dijo. BOKHUTLO politics 7 Tshireletso o rotloetsa bodiredi go tsholetsa dinao Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Metse Selegae, Mme Botlogile Tshireletso o kopile badirelapuso ba ba lebaganeng le mananeo a nyeletso lehuma ba kgaolo ya Boteti go fefosa mananeo ao. Mothusa tona o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mmea le Makgaba bosheng. O ne a le mo letsholong la go lekola Batswana ba metse e e kgakala le ditlamelo, le go ba ruta ka mananeo a nyeletso lehuma le go bona gore a a dirisiwa. Mme Tshireletso o ne a kopa badirelapuso ba ba lebaganeng le go isa ditlamelo kwa bathong go dira tiro ya bone ka natla le bofefo gore maitlamo a puso a go nyeletsa lehuma le go fedisa bokgakala jwa metse le ditlamelo mo dingwageng tse di lesome tse di tlang a atlege. Mothusa tona a re maikalelo a puso ke go ntsha Batswana mo lehumeng ka jalo a kopa bodiredi go bona gore Batswana ba akola mananeo a nyeletso lehuma. A re fa ba dira ditshekatsheko tsa go bona gore motho ke motlhoki ba seka ba latlhelela e bile ba dire tiro e ka lorato. Mme Tshireletso o ne a kgothatsa Batswana ba ba thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma go tshwaragana le puso go nyeletsa lehuma ka go itirela ka diatla gore ba tle ba akole maungo a mananeo a puso. Mothusa tona o ne a ba kopa go tlhokomela dilo tse ba thusiwang ka tsone, a re fa ba sa iteke ga go na se se ka kgonegang, ka ke bone fela ba ka iphetolelang matshelo. Kgosi ya Mmea, Rre Polsona Keitlhaganetse o ne a lebogela tona go ba tlhola gangwe le gape, a bo a lebogela dipalo tse di okeditsweng tsa khiro ya Ipelegeng. O ne a ngongorega ka lenaneo la nyeletso lehuma a re le bonya, a kopa mothusa tona go gogakolola badirelapuso go dira ka natla go gorosa ditlamelo ka nako le go rerisana le bone. Kgosi Keitlhaganetse o ne gape a lekodisa mothusa tona ka matshwenyego a motse wa gagwe. Mothusa tona o ne a rolela banni ba Makgaba dikarabo tsa dilelo tse ba neng ba di neetse Tautona bosheng, a ile go ba lekola, a bo a reetsa tse dingwe tse ba nang le tsone. Bontsi jwa banni ba ne ba ngongorega ka go kgaolwa mo dijong tsa mophako le go tlhoka lenaneo la Ipelegeng. Mothusa tona o ne a ba lekodisa ka kopo ya bone ya gore thota ya Makgaba e rurufadiwe go nna motse e le nngwe ya dilelo tse ba neng ba di neetse Tautona a re kgang ya teng e sa ntse e ile go sekasekwa. BOKHUTLO society 9 Ba kopiwa go tlhokomela batsadi Banana ba Kgalagadi Borwa ba kopilwe go tlhokomela batsadi ba bone ka seo se ka thusa go fokotsa palo e ntsi ya batlhoki mo kgaolong eo. Kopo e, e dirilwe ke Rre Otlhabanye Matlhare go tswa mo ofising ya ba boipelego mo khanseleng ya Tsabong mo phuthegong ya kgotla bosheng. Rre Matlhare a re maitlamo a bone e le ba boipelego ke go tlhokomela batlhoki, dikhutsana, bana ba batlhoki ba ba tsenang dikole le bana- le-bogole morago ga tsheka tsheko e e tseneletseng. A re mo lephateng la boipelego ba tshwenngwa ke gore bana bangwe ba ikgatholosa go tlhokomela batsadi ba bone le ntswa ba bereka, ka jalo ba imetsa khansele morwalo, a tlatsa ka gore mme ere fa nako ya motsadi a tlhokafetse e bo e le gone ba itshupang e bile ba sa tlhole ba tlhoka dithuso tsa khansele. O supile fa go dira jalo go tlhabisa ditlhong e bile e le go tlhoka boikarabelo mo matshelong a batsadi ba bone. O tsweletse a gwetlha batlhoki ba ba santseng ba ka kgona go itirela go ema ka dinao ka go tsenelela mananeo a puso a nyeletso lehuma ka a ka ba thusa go tokafatsa matshelo a bone le bana ba bone. Rre Matlhare o gakolotsea batlhokomedi ba batlhoki ba ba palelwang go dirisa dikarata tsa bone tse di tsayang dijo go di dirisa ka fa tshwanelong, a ba a gwetlha mongwe le mongwe go nna leitlho la puso mo go tlhomamiseng gore di dirisiwa sentle. Fa a tlhalosa ka lephata la bone, mogolwane go tswa kwa go ba botsogo le tikologo Rre Thabo Akuje o supile fa tikologo e e phepa gammogo le botsogo jo bo eletsegang di le botlhokwa mo lefatsheng leno. O gwetlhile mongwe le mongwe go tlhomamisa gore tikologo e phepa go simologa fela kwa malwapeng, madirelo, le kwa motseng, a ba a ba kopa gore go tlogelwe mokgwa wa go epa mafuti a ba latlhelang matlakala mo go one le go dira dithotobolo mo malwapeng, a supa fa go dira jalo e le molato o ka lefisiwang madi a sa feteng P1000.00. O tlhalositse fa maikaelelo a lephata la bone e le go olela matlakala le go tlhomamisa gore a babalesegile ka dinako tsotlhe. A re gape lephata le tlhomamisa gore matlakala a latlhelwa kwa go tshwanetseng teng. Fa a ama dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone , Rre Akuje a re ga ba kgone go olela matlakala ka fa go tshwanetseng ka ntlha ya letlhoko la dikoloi le didirisiwa. O kopile mongwe le mongwe yo o batlang go tseelwa matlakala mo malwapeng le madirelo go ikopanya le ba khansele. Mogolwane go tswa kwa go ba ba tlhomamisang gore molao wa khansele o a diragadiwa, Mme Lizzy Mantries o tlhalositse fa bojalwa bo na le seabe se sentsi mo go tsenweng ke malwetsi, kwelo tlase ya maduo mo tirong le tsone ditiro tsa borukutlhi, ka jalo puso e ne ya tsaya tshwetso ya go laola dinako tsa jone tsa thekiso. O tsweletse a re majalwa a setswana a tshwana le nola le a mangwe ga a letlelesege go dirwa mo malwapeng fa e se khadi fela le gone dikgosi ke bone ba neilweng boikarabelo mo go seo. Ba lekalana la matimela ba ne ba tlholosetsa morafe ka ditsamaiso le ditlhwatlhwa le thekiso tsa leruo le ba le tshegetsang lwa matimela. Fa morafe o kgwa lekoko leo dikgaba, o ne wa galaletsa thata ba khansele ya Kgalagadi ka go le botlhokwa go tlisa ditlamelo kwa go bone ka go ba thusa go tlhaloganya le go ithuta ka fa makalana a bone a berekang ka teng ka bongwe ka bongwe. Bangwe ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke modumo wa dikereke tse di tsenelang mo malwapeng, Fa a latlhela tlhware logonyana Kgosana Piet Kaatzee, o supile fa modumo oo, o le teng mo motseng wa bone, a ba a kopa dikereke tse di dirang jalo go emisa go dira jalo le gore ba ikopele dtsha tsa sennela ruri mo lekgotleng la kabo ditsha. O ne a kopa gape banni gore ba nne le therisano le dituamalano fa yo mongwe a bolaetswe leruo go na le gore ba ye go ikuela kwa dikgosing le mapodisi. BOKHUTLO society 9 Boikgapho bo thibela kanamo Go sala ditaelo morago le go ikgapha go ka fedisa kanamo ya mogare wa HIV le go fitlhelela maikaelelo a lefatshe leno, a go nna tshaba e e se nang mogare. Mafoko a a builwe ke Moruti Gerry Pelotshweu, wa kereke ya The Village Church, kwa Maun mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Batawana, e e neng e tshwerwe ke dikereke go rapelela bolwetse jwa AIDS. Moruti Gerry o kgothaditse setshaba go nna kelotlhoko mo matshelong a bone le go obamela lefoko la Modimo ka le ka ba fa lesedi le botlhale, go lwantsha HIV/AIDS. Moruti Gerry a re le ntswa puso e tsweletse ka go lwantsha bolwetse jwa AIDS, setshaba le dikereke di tshwanetse go tshwaragana le puso go ruta setshaba ka bolwetse jo le go rotloetsa go ikgapha mo tlhakanelong dikobo pele ga lenyalo. O buile le go re dikereke di tshwanetse go gakolola setshaba go emisa megolagang ya bakapelo, ka e rotloetsa go anama ga mogare wa HIV. Molomaganyi wa merero ya AIDS, Mme Thutego Knudsen, a re setshaba se latlhegetswe ke ba masika le ditsala, segolo bogolo banana, ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe leno ka ntlha ya AIDS mme fa dikereke le setshaba di ka tlhoafala ka thapelo, seemo se se ka laolwa. Mme Knudsen o kgothaditse baruti go ruta setshaba segolo jang basha ka mogare wa AIDS le ka methale ya go ikgapha mo tlhakanelong dikobo. O kgothaditse dikereke go tswelela ka go etela dikgolegelo le dikokelo, go rapelela ba ba amegileng. religion_and_belief 8 Tlotlang pina ya setshaba - kgosi Kgosi ya Morwa kwa kgaolong ya Kgatleng o kopile morafe go tlotla pina ya setshaba. Kgosi Masisi Ntshole o buile mafoko ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke badirela puso ba eteletswe pele ke ofisi ya ga molaodi go tswa kwa Mochudi. Kgosi o boletse fa go le gantsi batho ba sa tseye pina ya setshaba tsia a supa fa seo e se mokgwa o o siameng, o tladitse ka gore bangwe ba santse ba sa itse go e opela fa bangwe bone ba senya mafoko a mangwe mo go yone. Kgosi o tlhalositse fa pina eo e tshwanetswe go opelwa ka tsisibalo a bo a rotloetsa banni go ithuta pina eo. Le fa go ntse jalo, o ne a leboga badirela puso go bo ba bone go tshwanela go tla go ba tsibosa ka ditirelo tsa bone ka go farologana, a tlhalosa fa seo e le tsamaiso e e siameng fela thata. Kgosi Ntshole o tlhalositse fa moono wa diphuthego tseo ele go itsise le go ruta setshaba ka mananeo le tsamaiso tsa puso mme a rotloetsa morafe go tsenelela diphuthego tsa mofuta oo. Fa a tswa la gagwe mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgatleng Mme Mosetsanagape Busang o tlhalositse fa ba tsile go lekola morafe le gone go bona gore a ditlamelo tse ba di fang setshaba di goroga sentle. O tsweletse a re diphuthego tsa mofuta o di tla ba thusa go itse gore ba tokafatse ditirelong tse ba di fang setshaba fa kae a supa fa le dikgwetlho di ka nna teng ba ka kgona go di lwantsha . Fa a ba tsibosa ka tsa lephata la gagwe mogolwane go tswa kwa ofising ya kwadiso matsalo, dintsho le manyalo Mme Boikhutsho Shawe o supile gore fa e sa le kgwedi ya Moranang e rogwa tona wa tsa pereko le selegae Rre Peter Siele o boletse fa ba emisitse dituelo tse ba neng ba di lopa mo setshabeng fa ba kwadisa matsalo le go dira dikarata tsa Omang. A re go emisa dituelo mo go tla tswelela go fitlhelela ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Mopitlo, a supa fa ba lemogile fa Batswana ba le bantsi ba sena madi. O kopile banni ba Morwa go dirisa sebaka seo go dira dikarata tsa Omang le go kwadisa matsalo. E rile a itebaganya le kgang ya dikarata tsa Omang Mme Shawe o supile fa a tshwenngwa ke batho bangwe ba a tlhalositseng fa ba dira dikarata tseo mme morago ba di tlogela fela kwa ofising ya bone ba sa tle go di tsaya. A re mo nakong eno dikarata tse di sa tsewang ke beng di 1147 a kaya fa palo eo e le kwa godimo fela thata mme a rotloetsa setshaba go ikgolaganya le ofisi ya bone go ya go tsaya dikarata tsa bone, a kaya fa ngwaga ono e le wa ditlhopho mme karata ya Omang ele yone konokono mo go tlhopheng. Mme Shawe a re go simolola kgwedi eno e le lesome le bone go fitlhelela e le lesome le borobabobedi, diofisi tsa bone di tla bulwa ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bosupa go fitlhela ka nako ya borataro fa gare ga beke, fa ka mafelo a beke gone ba tla bula ka nako ya boferabobedi go fitlha nako ya bone mo maitseboeng. O kopile setshaba go ikgolaganya le ba ofisi ya bone go fiwa ditirelo gore ba nne le seabe mo ditlhophong tse di tlang. Mme Shawe o tsweletse a tlhalosa fa ba na le bana ba tirelo setshaba ba keletso e le go ba anamisang le metse yotlhe ya Kgatleng ba itebagantse le matshwenyego a maphata go fefosa go thusa setshaba. Fa ba kgwa badirela puso kgaba, banni ba ne ba lebogela phuthego eo mme bangwe ba ne ba supa matshwenyego ka ditirelo dingwe tse ba di fiwang. Mongwe wa banni Rre Opakile Setlhabi a re o tshwenngwa ke magodu a kaileng fa a ba jela dikgomo mme morago ga moo ba gololwe kwa kgolegelong go letela tsheko kwa ntle, a kaya fa seo se oketsa borukhutlhi. Mo go tse dingwe o kopile molaodi go sekaseka kgang ya banana ba a tlhalositseng fa ba isa borra-bana kwa ga mmakaseterata go tlhokomelela bana mme morago ga madi a teng a sa dirisediwe go tlamela bana. A re banana ga ba tlhokomele bana ba bone. Rre Ketshabile Kwapa ene o supile fa mananeo a banana a le mantsi mme ba le bantsi ba santse ba le mo motseng ba sa dire sepe. O kopile ba ba lebaneng go rotloetsa banana go inaakanya le mananeo ao. A re o tshwenngwa gape ke badiri ba ba tsamaisang lenaneo la nyeletso lehuma a tlhalosa fa ba palelwa ke go lekola batho ba ba filweng mananeo ao gore ba dira sentle kana jang, a kaya fa seo se tla phutlhamisa maiteko a puso a go namola Batswana mo lehumeng. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 LIMID e fetola botshelo jwa monana Rre Jacob Kuruuo yo o neng a itsege ka go bonwa fela mo maitisong le mo mebileng a iphetisitse dino, malatsi a o bonwa thata kwa polasing ya Rukutu, morago ga go fiwa dipodi ka fa tlase ga lenaneo la LIMID. Fa a bua mo potsolosong le “Dipodi tse di fetotse maitsholo a me fela thata, ka gore nako e ntsi ke ne ke nna ke iphetisitse nnotagi ka gore ke ne ke tlhoka se ke se dirang. Malatsi a, ke nna kwa polasing ke disitse dipodi tsa me, ga ke na nako ya nnotagi,” ga bua Rre Kuruuo. O kaile fa a ne a akanya fa leruo e le dilo tsa bagolo. A re dipodi tseo di fetotse kakanyo eo, mme a lemoga fa banana le bone ba ka nna barui. O tlhalositse fa dipodi tseo di mo thusitse go akanya botoka, ka jaana a setse a na le maikaelelo a go nna mogwebi ka gore o batla go reka phoko e e tlhabolotsweng a bo a tlhabolola ka yone dipodi tsa gagwe, tse a kayang fa e le tsa Setswana fela. “Ke batla go tsena mo dikgaolong tsa boGantsi le tse dingwe, ke bo ke reka phoko e e tlaa tlang e fetola dipodi tsa me gore ke kgone go rekisa dipotsane ka madi a a botoka,” ga tlhalosa Rre Kuruuo. O kaile fa dipodi tseo a di filwe di le palo-potlana, mme gompieno di tletse lesaka, ka gore o a di tlhokomela. A re dipodi di bogadi bo gaufi fa di tlhokomelwa sentle ka go fiwa metsi le go kentelwa malwetse. A re gompieno a kgona go thusa mo lwapeng ka go reka dijo, go ithekela diaparo le go thusa bomonnawe ba ba tsenag sekole. A re podi ke sengwe sa diruiwa tse di tlhokang tlhokomelo e ntsi, ka gore fa dipaka di fetoga di tshabelelwa ke malwetse. “Ke bereka thata le mokenti wa kgaolo ya rona go bona gore dipodi tsa me ga di tlhaselwe ke malwetse”, a tlhalosa. Rre Kuruuo a re o kopana le dikgwetlho tsa dibatana le diphologolo tsa naga tse a reng di ja dipodi tsa gagwe, mme o kaile fa seo se sa mo kgobe marapo ka jaana a setse a ruile dintsa tse pedi tse di disang dipodi. A re dipaka dingwe jaaka ya dipula, dipodi di kgona go nyelela malatsinyana a sa itse kwa di teng mme e re di boa koo di tle di se mmogo, selo se a reng le sone se a mo tshwenya. Rre Kuruuo o ne a kgothatsa banana go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ka gore a ka ba isa golo gongwe le go fetola matshelo a bone le one maitsholo tota. “Mananeo a puso a botlhokwa, nna e bile ke setse ke lemogile fa leruo le le botlhokwa ka le ka tokafatsa botshelo le go fetola maitsholo a motho, ” ga wetsa Rre Kuruuo.BOKHUTLO society 9 Makhanselara a ngongorega ka ba boipelego Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re bodiredi jwa ofisi ya boipelego gammogo le di dirisiwa tsa mananeo a nyeletso lehuma di a tlhaela mo kgaolong ya bone. Dikgang tseo di dule kwa phuthegong ya khansele potlana eo bosheng. Fa ba akgela mo molaetseng wa modulasetilo wa khansele potlana eo Rre Tshoganetso Leuwe, makhanselara ba supile fa kgaolo potlana ya Letlhakeng e aperwe ke mathata a tlhaelo ya bodiredi jwa boipelego. Ba re ba tshwenyegile ka go tlhoka go tsibogela letlhoko la bodiredi jwa boipelego ka nako ba tlhalosa fa seo se baya batho ka fa mosing. Ba ne gape ba ikuela ka tiego ya go tsisa didirisiwa tsa mananeo a nyeletso lehuma , ba re seo se dira gore batho ba seka ba akola mananeo ao sentle. Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Takatokwane Mme Neo Segaise o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma kwa Takatokwane a sa tsamaye sentle. A re batho ba ba amogetseng mananeo ao ba saletse kwa morago ka ba sa fiwe thutuntsho e e lolameng ya go tlhokomela leruo le ba le filweng. O ne gape a bolela fa go na le tiego ya di dirisiwa mme seo se baka gore batho ba salele kwa morago. O tsweletse a bolela fa kwa kgaolong ya gagwe ba nna fela go sena modiri wa ofisi ya boipelego, jalo seo se baya banni ka fa mosing ka ba sa bone dithuso fa modiri yoo a seo. Mme Segaise o ikuetse mo pusong go fefosa go thiba phatlha fa modiri a hudisiwa kgotsa a ya sekoleng. Makhanselara ba supile fa bontsi jwa batho ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma ba lebanwe ke kgwetlho ya go tla thari ga di dirisiwa tseo. Ba nankotse mafelo jaaka Malwelwe, Takatokwane, Botlhapatlou e le mangwe a a itemogetseng bothata jwa go tla thari ga di dirisiwa tsa lenaneo la nyeletso lehuma. Mokhanselara wa Moshaweng Rre Tshepiso Lesope ene o ngongoregile ka bodiredi jwa boipelego mo kgaolong ya gagwe a tlhalosa fa go sena tsamaiso e e lolameng gotlhelele kwa Moshaweng. O ne gape a supa fa a sa itumelele tsamaiso ya ba boipelego ya go kanoka batlhoki. Mo go tse dingwe makhanselara ba ne gape ba ntsha selelo ka seemo sa ditsela mo kgaolong potlana eo. Ba kaile fa seemo se sa jese diwelang mo metseng ya Salajwe, Ngware le Botlhapatlou. BOKHUTLO politics 7 Lemang le itekanyetsa- molemisi Rabalemisi wa kgaolo ya Palapye, Rre Alexander Letebele a re o bete se molangwana ka fa balemi ba kgaolo e a e okametseng ba lemang ka teng. O buile seo kwa letsatsing la go ruta balemi mothale wa go somarela bokgola o dirisa ripper kwa masimong a balemi ba kgaolo ya Marokolwane gaufi le Ratholo bosheng. Rre Letebele a re bontsi jwa balemi ba lema ditema tse di ba fetileng mme di ba palele go di tlhokomela ba bo ba felela ka thobo e e kwa tlase. A re balemi ga ba a tshwanela go pateletsa fela gore ba leme ditema tse tlhano mme ba itse gore ga ba na go di tlhokomela. O ne a rotloetsa balemi go itekanya ditema gore ba kgone go di tlhokomela a bolela fa seo se ka ba thusa go ntsha temo e e bonalang. Rre Letebele a re go na le methale e mesha e ba e letsang gore balemi ba e dirise e bile ba e tlwaele e tshwana le go tshela menontshane mo mmung le go lema ka ditselana ka mo nakong eno temo e tshwanetse e tsewe jaaka kgwebo. O tlhalositse fa ba tshwentswe thata ke thobo e e welang kwa tlase ngwaga le ngwaga mme puso e dirile maiteko a mantsi go thusa balemi ka go ba ema nokeng ka tse di farologaneng di tshwana le go ba fa dipeo, tshefi ya mhero le go ba lemela tema tse tlhano. A re balemi ba phaka dipeo ba bo ba lema mme thobo ya bone e bo e sa supe gore ba tsere dipeo tsa ditema di le tlhano ka bangwe ba felela ba bone dikgetse tse tlhano fela mo temeng e le nngwe mme go sa tshwanela go nna jalo. O kgothaditse balemi ba kgaolo eo go tsaya malebela mo baleming ba mafelo a mangwe bogolo jang ba Borolong ka ba kgona go ntsha dikgetse di le masome a mabedi kana go feta mo temeng e le nngwe. A re se se supa fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba sa dire sengwe sentle. A re fa balemi ba ne ba sala dikgakololo tsa molemisi morago, go ka bo go na le tema e e bonalang. Rre Letebele a re e re ka dipula di nele di le dintsi mo nakong e e fetileng menontshane e ile kwa tlase kwa e ka sekeng e fitlhelelwe ke dijwalo ka jalo balemi ba tshwanetse ba tlhatlhobe mmu wa ditshimo tsa bone gore ba itse gore monontshane o o tlhokegang ke ofe. BOKHUTLO society 9 Ba Topisi ba lela ka dipagamo Banni ba Topisi ba lela ka dipagamo tsa setshaba tse di ganang go ba pega fa kgwedi e fedile.Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ko Topisi ka Labone gore dipagamo tsa setshaba ga di ba pege fa kgwedi e fedile. Ba re ba bona go pagama fela fa kgwedi e le fa gare.Banni ba ngongoregile gape ka letlhoko la metsi mo motseng wa bone ga mmogo le tlhaelo ya matlo a boroko ja badirelapuso. Banni ba kopile go direlwa lefelo la itloso bodutu le banana ba ka le dirisang go na le go nwa bojalwa kana ba dira ditiro tsa borukutlhi. Fa a araba matshwenyego a bone, Tona wa dipgagamo le ditlhaeletsano Rre Tshenolo Mabeo, a re tsamaiso ke gore dipagamo tsa setshaba bogolo jang dibese di eme mo maemelong a dibese go sa kgathalesege gore motse o kana kang.A re banni ba Topisi ba ba itsise ka dibese tse di ganang go ba pega gore beng ba tsone ba tseelwe dikgato. A re go supa fa ba sa dirise teseletso e ba e filweng sentle mo go ka felelang ba gapetswe diteseletso tseo.Rre Mabeo o tlhalositse gape fa terena e boela mo tirisong mme e tsile go ema mo mafelong a a nang le batho ba bantsi fela jaaka Lobatse, Gaborone, Mahalapye, Palapye, Serule le Francistown.Fa a tswa la gagwe, tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele a re lephata la gagwe le ya go aga matlo a le 540 ka lenaneo le le itsegeng la ESP. A re tlhaelo ya boroko ja badirelapuso e amile bodirelapuso ka kakaretso eseng Topisi fela, a re puso e beile mo banning ba Topisi go aga matlo a puso e ka a hirisetsang badirelapuso. O gakolotse gore matlo a teng a bo a le mo seemong se se siameng.Tona wa Banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng, a re lephata la gagwe le simolotse dipuisano le la dikgaolo le tlhabololo magae gore ba tseye diholo tse di mo metseng ba di dire mafelo a itloso bodutu.A re kgang e e santse e buisanngwa. Ka letlhoko la metsi, mogolwane wa koporase ya metsi Rre Maretla Masire a re koporase e ikaelela go atolosa metsi mo motseng wa Topisi le go isa ditanka tsa metsi ko godimo ka di ntse di le ko tlase ga motse mme di bake gore metsi a tswe ka bonya. A re tiro e e santse e ile go kopelwa madi.Mothusa tona wa Temo Thuo ebile ele moplamente wa kgaolo eo Rre Kgotla Autlwetse o lebogile Tautona go bo a kgonne go tlogela ditiro tsa gagwe tse di kanakana go etela banni ba motse wa Topisi.A re se se supa lorato le tlotlo mo banning ba Topisi.O lebogetse dimpho tse Tautona a di fileng banni ba Topisi. Bokhutlo society 9 Lenaneo la SHHA le mosola Banni ba Tswapong bokone ba rotloeditswe go dirisa lenaneo la Self Help Housing Agency (SHHA) le puso e le dirileng go thusa Batswana go ikagela matlo. Fa a bua kwa phuthegong e a neng a e buisa kwa Maunatlala bosheng, molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane, o boletse fa mafelo a Tswapong a tshwenngwa ke dibetso tsa tlholego ka jalo banni ba tshwanelwa ke go aga matlu a a thata go itsa go senyegelwa ke dilwana bogolo jang ka dinako tsa dipula. O ne a rotloetsa batsadi go bua le bana ba bone gore ba ba agele matlo ka lenaneo la SHHA ka go sa lopiwe madi a mantsi go aga ntlu ka lone mme ebile go sa lopiwe morokotso.Mo go tse dingwe Mme Rabakane o ne rotloetsa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana ba bone mme ba seka ba baya fela mo barutabaneng go betlela bana bokamoso. Mme Rabakane o ne a itsise banni fa a ya go direla kwa kgaolong potlana ya Kanye go tloga kgwedi ya Mopitlo e rogwa mme a itumetse thata ka ba mo thusitse go gola thata mo tirong ya gagwe. A re o solofela fa a tla a dirisanya sentle le ba a tla a dirang le bone kwa kgaolong ya Kanye. Le fa go ntse jalo banni ba ne ba supa fa ba tla a bo ba latlhegetswe ka Mme Rabakane a ne a dirisanya sentle le bone ebile a ba ruta ditsamaiso tse dintsi le tse ba neng ba sena kitso ya tsone.Rre Tirelo Moganele le Rre Gagoope Semadi ba ne ba bolela fa ba ithutile go le gontsi mo go Mme Rabakane mme ba utlwa botlhoko fa a ya go direla go sele. Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Lesedi Phuthego o ne a rotloetsa ba ba thusiwang ka lenaneo la SHHA go duela madi a ba a lopiwang kgwedi le kgwedi gore ba bangwe ba ba ikopetseng go agelwa ka lenaneo leo ba kgone go thusiwa. A re bangwe ba ba thusiwang ka lenaneo le ga ba tsibogele go duela madi a ba a lopiwang mme go tsee nako gore baikopedi ba thusiwe.Rre Phuthego o ne a rotloetsa banni go dirisa mokhanselara wa bone ka e le ene a ka ba lomaganyang le khansele le go ba thusa gore ba nne le ditlhabololo.A re go itemogetswe fa bontsi jwa setshaba ba tshaba diofisi tsa puso mme go sa tshwanela gore ba dire jalo. A re ba tshwanelwa ke go nna ba etela diofi sa puso go kopa dithuso tse di farologaneng mme fa ba sa thusege sentle ba kope go fetela kwa go ba bagolwane.O ne a laletsa banni go nna ba ya go itheeletsa makhanselara a bone kwa khanseleleng a bolela fa le bone ba na le tshwanelo eo. Mo go tsa lenaneo la Ipelegeng Rre Phuthego o ne a bolela fa a swabisiwa nko go feta molomo ka matshwenyego a gantsi a ntshiwang ke banni ka lenaneo la Ipelegeng.A re bontsi jwa banni ba bolela fa ba sa theogele, ba sa thapiwe sentle mme ba tshwanelwa ke go dira ka tlhoafalo go direla lefatshe la bone. A re lenaneo la Ipelegeng le mosola thata ka le namotse ba le bantsi mo lehumeng ebile le dirile ditlhabololo mo metseng ka go farologana. society 9 Kgosi Tshipe o ba kopa go fa lonyalo seriti Moemedi wa kgaolo potlana ya Mahalapye kwa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe a re o tshwenngwa ke go wela tlase ga seriti sa motheo wa lelwapa. Kgosi Tshipe a re ga a jesiwe diwelang ke banyalani ba ba sa tlotleng lenyalo mo go felelang go baka dipalo tse di kwa godimo tsa go thubega ga manyalo. O tlhaloseditse BOPA gore nyalo ga e sa tlhole e fiwa tlotla e e etshwanetseng jaaka mo dingwageng tsa maloba. A re seemo se, se bakiwa ke gore banyalani ga ba kgone go rarabolola dikgwetlho tsa malwapa a bone ka therisano jaaka go ne go dirwa bogologolo. Kgosi Tshipe a re go tlhoka go buisana go dira gore banyalani ba palelwe ke go nna ka kagiso mme ba felele ba tsaya tshwetso ya go kgaoganya. O supile botlhokwa jwa go itekodisa bagolo kgotsa batsadi le bape ba ba ka kgonang go rarabolola dikgotlhang a re molemo wa kgang ke go buiwa. Kgosi Thipe o gakolotse basha go anya maele mo batsading le bagolo go nonotsha motheo wa malwapa a bone. A re ba amogela dipalo tse di kwa godimo tsa dikgotlhang tsa manyalo mme a supa fa maiteko a tsweletse go ruta banyalani botlhokwa jwa lenyalo le go ba fa bogakolodi ka tsamaiso ya lone. Kgosi Tshipe a re bopelotelele, boineelo le maitseo ke tsone di agang lenyalo la motia le le nang le boleng. O tlhalositse fa lenyalo le le botlhokwa ka le na le seabe mo go ageng tshaba e e nonofileng e na le maikarabelo le seriti mme a rotloetsa Batswana go kopa thuso mo makgotleng a Setswana fa ba na le dikgotlhang mo manyalong ka se, se ka nonotsha malwapa. Le fa le na le dikgwetlho, Kgosi Tshipe o gateletse botlhokwa jwa lenyalong mo tlholegong ya motho a re le tshwanetse la emelwa ka dinao. society 9 Komiti ya Letsholathebe e eme ka dinao Komiti ya ditlhabololo tsa Letsholathebe e akgoletswe go dira ditiro tsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago kwa motseng oo. E rile a buisa banni ba ba neng ba tsene mogwanto bosheng go ikopela diatla mo dikhamphaning le setshaba ka kakaretso gore ba kgone go gokela motlakase mo matlong a bone, Professor Owen Pansiri o tlhalositse fa go se motlhofo go bona dikomiti di ikemetse ka dinao mo nakong ya gompieno, a tlatsa ka go re bontsi di beile fela mo pusong go ba tswa thuso, segolo jang tiro e tshwana le yone ya go gokela motlakase. Professor Pansiri o ne a akgola komiti e go bo e iteka e bile e dira ka natla go diragatsa ditoro tsa yone tse e di solofeditseng morafe e bong go tsisa ditlhabololo. O solofeditse komiti e fa a tlaa e ema nokeng ka go e kopela dithuso mo dikhamphaning ka go farologana. A re o rotloetsa thata mowa wa boipelego o le puso e o rotloetsang. A re puso e le yosi e ka seke e kgone go diragatsa dikopo tsotlhe tsa merafe, ga mmogo le gone go tlhabolola metse le metsana lefatshe ka bophara ka madi e santse e le kgwetlho e tona. A re mosola wa dikomiti tsa ditlhabololo ke gone go loga maano a go itirela madi go tlhabolola metse e seng go itshopara fela. E rile a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya mogwanto, Rre Peter Kafuro a re mosepele wa bone o tlaa emisiwa fela ke fa ba kgobokantse madi a a lekaneng go gokela matlo a a lesome le bongwe motlakase. A re ba tlaa tswelela ba tsena ntlo le ntlwana ba kopa dithuso. Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gwafila Mokgethi o tladitse ka go re madi a ba nang le one kwa komiting a ne a sa lekane gore ba ka gokela matlo otlhe motlakase. A re mogopolo o wa go dira mogwanto ba o simolotse ka ngwaga wa madi wa 2012/13 mme ka go tlhoka lesego komiti e e neng e tshwere moono oo ya tlhophololwa mme ya re ka 2014 komiti e e neng e tlhophilwe ya tseeletsa mogopolo oo. Rre Mokgethi a re ba tlhoka P98 000 go gokela matlo a le lesome le bongwe motlakase, a tlatsa ka go re ba ipeetse seelo sa P120 000. Mo nakong eno ba kgonne fela go kgobokanya P5 300, mme a re o dumela gore ka tirisanyo mmogo ba tlaa kgona P120 000 yo ba mmatlang. society 9 Lethoko la metsi le befile kwa Shoshong Letlhoko la metsi kwa motseng wa Shoshong le go bolelwang fa le simolotse ka malatsi a boitapoloso le jesetsa banni ba motse oo mo kgobedung ka jaana go fitlha le jaana metsi a santse a seyo motseng. Fa a buisa morafe wa Shoshong mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Kgotla kgolo ya Shoshong ka Labotlhano (9/01/2014) wa Hirikgong a tlhola malatsi a robabongwe, mookamedi-mogolo wa koporase ya Water Utilities mo kgaolong ya Palaye/Mahalapye Mme Dephne Motsumi o tlhaoloseditse morafe o o neng o tshologetse koo fa bothata jwa tlhaelo ya metsi bo bakilwe ke go thubega ga phaephe e tona e e nosang motse wa Shoshong le e e mabapi jaaka Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse. O tlhalositse fa phaephe e, e sale e thubegile ka kgwedi ya Sedimonthole e le 29, mme fa e sale ka nako eo badiri ba lephata la gagwe ba ntse ba lwantshana le go e baakanya. A re mo go e baakanyeng ba ne itemogela dikgwetho tse di bakileng gore le mo nakong ya gompieno go bo go ntse go sena metsi mo motseng. A re nngwe ya dikgwetlho tseo ke gore ba lephata la metsi la Water Affairs, ba e neng e le bone ba rweleng maikarebelo a go siela setshaba metsi pele ga Water Utilities, ba dirile mealo ya diphaephe tse di tsamaisang metsi e e seng bonolo go baakanngwa, ka jalo he, koporase ya gagwe e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya leka go tokafatsa seemo sa mealo eo. A re ka fa mealo eo e neng e dirilwe ka teng, go ka tsaya sebaka sa dikgwedi gore e baakanngwe fa diphaephe di senyegile, mme ene le ba koporase ya gagwe ba bone go le bonolo gore ba dire mealo e e ka baakayegang ka bofefo. Le fa gontse jalo o amogeletse boitshoko le bopelotelele jo banni ba Shoshong ba nnileng le bone mo seemong se. O ne a ba tshephisa fa lephata la gagwe le tshwaragane le puso go bona gore seemo sa letlhoko la metsi se ka lwantshiwang jang go fema seemo sa go nna jaana mo nakong e e tlang. A re nngwe ya tse batla di dirang fa madi a letla ke go gokela diphaephe tsa metsi mo di dibeng tse di bonweng kwa motseng wa Ikongwe, go tsisa metsi mo Shoshong. O ne a solofetsa banni ba Shoshong fa ba solofetse gore metsi a abo a le teng mo sebakeng sa oura tse some, mme fa go sanne jalo o tla boela kwa go bone go ba lekodisa ka seemo. Mokhanselara wa Shoshong-borwa, Rre Gabaresepe Mohutsiwa o file bopaki ka se se neng se buiwa ke Mma Motsumi. O ne a tlhalosa gore e rile a bona seemo sa letlhoko la se befela pele a bo a rwala ditlhako go ya go bona gore tota go bothata ke eng. A re o fitlhetse badiri ba koporase ya Water Utilities ba thinkgetse go supafala fa ba tshwaragana le namane e tona ya tiro, mme e bile le mo nakong ya gompieno o ba lekola gangwe le gape go tlhola fa go na le tema. Batseneledi ba phuthego ga ba aka ba ipona tsapa go ntsha megopolo le dikakgelo. Mogolo wa motse Rre Polediso Abone, o ne a tswa ka mogopolo wa gore go nale gore go ye go tsewa metsi kwa metseng e e kwa ntle, go dirisiwe didiba tse mo Shoshong, tse e bileng gape banni ba tsone e le batho ba Shoshong. Rre Abonne o ne tlhalosa fa metsi a kwa motseng wa Ikongwe a le letswai le le ntsi mme a didiba tse di mo Shoshong a nwega mme e bile a lekane go siela motse otlhe. Batseneledi phuthego e ba ne ba tswelela ka go ntsha dingongorego tsa bone, ba ne ba tlhalosa fa koporase ya metsi e ba lopa madi a mantsi, a ba sa tlhaloganyenng gore a tswa kae, mme e bile le badiri ba Water Utilities ba palelwa ke go ba tlhalosetsa gore go tsile jang gore ba lopiwe madi a a kalo. Rre Samuel Mphaakgosi, yo le ene a neng a atseneletse phuhego e, o gakolotse ba koporase ya Water Utilities go itshekatsheka ka jaana go lebega ba palelwa ke tiro. A re fa e sale ba tsaya maikarabelo a go siela Batswana metsi, lefatshe lotlhe le lela selelo se le sengwe sa go tlhoka metsi. Rre Mphaakgosi a re mo Shoshong fela o itemogetse fa koporase e, e dirisa didirisiwa tsa boleng jo kwa tlase, ka jaana di thubega gangwe le gape, mme e bile gape badiri ba bone bas a itse tiro ka botalo. Mo nakong e ya letlhoko la metsi, banni ba Shoshong ba ne ba gelela metsi a pula mo dikhuting, melapo le didiba, fa ba ba nang le dikoloi bone gelela mo metsing e e mabapi jaaka Ikongwe, Kodibeleng le Mahalapye. ‘Re setse re I tlhobogile mo e leng gore re gelela metsi a a leswe mo melapong le mo dikhuting. Ga go na se re ka se dirang ka gore re bolawa ke lenyora,’ ga bua jalo Rre Mmoloke Phagenyane, yo e leng monni wa Shoshsong society 9 Mapodisi a kopiwa go thusa kwa Manamakgote Kgosi Segale Linchwe o kopile mapodisi a Mochudi go thusa morafe wa kgotla ya Manamakgote ka kgotla eo e godile mme e tlhokana le dithuso tsa sepodisi. Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Segale o tlhalositse fa kgotla eo e tshwenngwa ke go tlhaselwa ke dirukutlhi mme se se tlhokana le thuso ya potlako go sireletsa setshaba. A re e rile Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a etetse kgaolo eo, a kopa thuso ya diofisi tsa sepodisi tsa nakwana, bogolo jang kwa sekoleng se sebotlana sa Linchwe ka jaana bana ba sekole ba sa sireletsega. Kgosi Segale a re borukutlhi bo tsweletse ka go tshwenya mo kgaolong eo mme mapodisi a tshwanetse a potlaka go hema diemo tse di sa itumediseng. Ramapodisi a Mochudi, Supt Olebile Sitale a re ba itse ka kgang eo mme sebe sa phiri ke gore e le ba sepodisi ga ba na ditsompelo tsa go bula ofisi kwa kgaolong eo. A re ba itse sentle ka seemo sa banni ba kgaolo eo mme ba tlaa tswelela ba ba thusa go fitlhelela ba nna le ditsompelo go ka isa mapodisi kwa kgaolwaneng eo. Supt Sitale a re o kopa morafe wa kgaolo eo go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele ka le le mosola fela thata. A re ga a rotloetse setshaba go phutha matsogo ba re sepodisi ga seyo ntswa ba ka dira sengwe go sireletsa matshelo a bone. Supt Sitale a re lenaneo la ntebele ke go lebele le thusa go lwantsha borukutlhi mo dikgaolong tse dingwe tsa Mochudi jaaka kwa Makakatlela. A re kgang e ba kile ba e nnela fatshe le molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang go bona gore ba ka thusa morafe jang. Supt Sitale a re molaodi o ba solofeditse go ba thusa ka lenaneo la Ipelegeng go hira ba ba ka thusanang le mapodisi go lwantsha borukutlhi mo kgaolong eo. A re ba tlaa ntsha mapodisi a le mabedi a a tlaa thusanang le morafe ka a dumela seo se tlaa thusa go fitlhelela kgang ya bone e bona tharabololo. Rre Mochanang ao bile a thapa batho ba le lesome go bereka le mapodisi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banana ba kopilwe go itharabologelwa Banana ba Rapplespan kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go tshwaragana le dialogane tse tharo tsa mokgatlho wa Community Capacity Enhancement And Empowerment Society (CCEES) gore ba kgone go tswa ka maano a ba ka fetolang boitsholo le boitshwaro jwa bone gammogo le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong. Mo thuto puisanong e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, moeteledipele wa banana, Rre Fredrick Yster o supile fa banana e le bone ba ba amegang mo dipolaanong tsa marato, go nna le bakapelo ba le ntsi , go nwa bojalwa phetelela, go dirisa diritibatsi le ditagi , dipetelelo le go ne go tsenwa ke mogare wa HIV/ AIDS. O kopile batsena thuto puisano eo go tswa ka dithuso le dikgakololo tsa dikgwetlho tse di sa ba tshediseng sentle mo botshelong jwa bone jwa tsatsi le tsatsi. O kgadile a sa kgwe mathe kgokgontsho e gantsi e dirwang ke borre mo go bomme, a kaya fa e sa siama ka bana ba tsaya malebela mo batsading ba bone. O kopile botlhe ba ba kgokgontshiwang go tsaya kgato ka go ikuela mo go ba ba lebaneng. Mongwe wa banana ba motse oo, Rre Waldey Van Neel o rotloeditse banana go fokotsa le go ikgapha go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS gonne puso e senyegelwa ke madi a mantsi mo bolwetseng joo. Rre Van Neel o supile fa lefatshe leno le sa ntse le tlhabologa ka jalo fa batho ba ka se fetole boitshwaro ba ka paledisa puso go dira ditlhabololo. O tlhalositse fa lehuma le oketsa mogare wa HIV/ AIDS ka bomme ba felela ba ithekisa mebele ka lebaka la go itshetsa mme a re go dira jalo ga go a siama. O kopile banana go inaakanya le mananeo a puso a ba ka itshetsang le go tokofatsa matshelo a bone ka one. Rre Van Neel o tsweletse a rotloetsa banana ka ene go rupa gonne go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV/ AIDS. E re ka jaana setlhogo sa letsatsi se ne se re, ‘Mebele ya rona ke tempele ya Modimo, se letlelele go tsenwa ke mogare o mosa’, Rre Van Neel o gateletse thata a bo a kopa batsena thuto puisano eo go tlotla mebele ya bone nako tsotlhe. Fa a leboga, Sub-Inspector Wame Mahupu go tswa kwa Bokspits o tlhalositse fa bone e le ba sepodisi ba tshwenngwa ke dikgang tsa mofuta oo, mme a kopa setshaba go tshwaragana le go dirisa dialogane tseo. O kopile batsadi go tlogela go bipa mpa ka mabele bogolo jang mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba dingwaga tse kwa tlase ba lebile go ja, a kaya fa dikgang dingwe tsa mofuta o di sa goroge kwa mapodising ka ba di loba. Mme Mahupu o supile fa motokwane le nnotagi phetelela di ka senyetsa banana bokamoso le gone go koafatsa mebele ya bone. Mme Mahupu o gwetlhile setshaba ka kakaretso go ema ka dinao go lwantsha borukutlhi le gone go dirisana le mapodisi ka go ba loma tsebe ka nako tsotlhe fa go diragala dipe tse di sa siamang mo metseng ya bone. Bokhutlo health 6 Maitsholo a banana ga a itumedise Go bolelwa fa maitsholo a banana ba ba berekang mo lenaneong la Ipelegeng a sa itumedise bagolo ba ba berekang le bone. Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Borwa kwa Mochudi, Mme Busina Moetlo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi. Mme Moetlo a re banana ba ba berekang le bagolo mo Ipelegeng ga ba na boitsholo jo bo itumedisang ka jaana ba sa tlotle bagolo ba bone. A re go dirisiwa dipuo tse di fatlhang mme ka dinako tse dingwe go felele go le dintwa, ka bangwe ba retelelwa ke go itshokela dipuo tse di kgobang tseo. Mme Moetlo o ne a tlatsa ka gore bangwe ba banana ba ba nyenyefatsa tiro ya Ipelegeng mme seo se nyemisa moko le go feta ka jaana tiro e berekwa ka go kgothatsana gore tema e tswe. A re sebe sa phiri ke gore bangwe ba ipolela fa ba rutegile go gaisa ba bangwe mme ba dirise dithutego tseo go gatelela ba bangwe. Mongwe wa babereki ba Ipelegeng kwa kgaolong eo, Mme Masedi Setshogo yo o neng a supa go sa rateng maitsholo a a dirwang ke bana bao, o ne a re ga a natefelelwe ke tiro ya gagwe ka jaana a rogwa ke banana ntswa ba le babotlana, ba lekana le bana ba gagwe.O ne a bua a menne phatla ka selo se se ba jesetsa mo kgobedung ntswa lenaneo la Ipelegeng le ba thusa fela thata. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng Rre Mooketsi, o ne a kgalema fela thata ka kgang eo mme a kopa gore komiti ya ditlhabololo le ba ofisi ya Ipelegeng, ba emele kgang eo ka dinao mme ba otlhae botlhe ba ba dirang tiro e e maswe eo.A re molao wa khiro wa Ipelegeng o papametse gore Motswana fa a thapiwa, o tshwanetse a itshwara jang. Rre Mooketsi o buile a sa kgale mathe ganong ka banana ba ba sa itshwareng sentle, bogolo jang ka gore Ipelegeng e direletswe go thusa batho ka nakangwa fa ba baakanya matshelo a bone. A re ke matlhabisa ditlhong gore banana ba bo ba supa maitsholo a a ntseng jalo ntswa ba itse gore tlotlo mo batsading e botlhokwa mo ngwaneng wa Motswana. Bokhutlo society 9 Karowe o rotloetsa bophepa Mookamedi wa moepo wa Karowe, Rre Gerald Ndlovu o kopile banni ba Letlhakane go ba ema nokeng mo maitekong a bone a go phepafatsa tikologo ya motse oo. Fa a bua kwa moletlong wa go phepafatsa tikologo o o neng o rulagantswe ke moepo wa Karowe ba o tshwaraganetse le khansele ya Letlhakane bosheng, Rre Ndlovu o boletse fa maikaelelo a bone ele go tsenya letsogo mo go phepafatseng motse o ba direlang mo go one mme ba ikaelela go dira se ngwaga le ngwaga gore banni ba felele ba bona mosola wa go phepafatsa tikologo ya bone. O tsweletse a re banni ba motse wa Letlhakane ga ba gwetlege go phepafatsa tikologo ka ele palonyana fela e e tsayang karolo mo go tseneleleng tiro e, le fa gontse jalo a re se ga sena go ba kgoba marapo ka ba tla tswelela ba diragatsa maikaelelo a bone a go phepafatsa tikologo. Rre Ndlovu a re setshaba se a farologana go na le ba ba tlhabisiwang ditlhong ke leswe le ba ba senang sepe le fa go le leswe mo tikologong ya bone, selo se se dirang gore maikaelelo a bone a seka a dira pharologanyo ka gore batho ga ba rutega. A re e tla re fa ba re ba kgonne maitlamo a bone ba bo ba bona go na le batho ba le bantsi ba ba tsayang karolo mo go phepafatseng tikologo. O kopile ba lekalana la tikologo la khansele go netefatsa gore ba diragatsa melawana ya tikologo gore batho ba kgone go e somarela. E ne e rile gole pele a amogela baeng, kgosi wa motse wa Letlhakane, Rre Baruntshi Kegapetswe a kopa morafe go tsaya ka tlhoafalo ba moepo wa Karowe fa ba ba thusa go phepafatsa tikologo ka go ba ema nokeng gore le bone ba rotloetsege ba tle ba dire go feta fa.Mo moletlong o, go ne ga tshwarwa dikgaisano tsa thuso ya potlako tsa babereki ba moepo wa Karowe tse ba neng ba di dirisa go itlhokoletsa go ya go gaisana le meepo e mengwe. Gone gape gona le dikgaisano tsa bophepa tsa dikgotla le tsa malwapa, mme kgotla ya Masulae ya tsaya maemo a ntlha ya atshiwa ka dikete tse tharo tsa dipula e latelelwa ke ya Letsibogo e e tsereng dikete tse pedi fa ya Mokgobelele Phase 2 yone e dule ka sekete. Lelwapa le le gaisitseng a mangwe mo kgotleng nngwe le nngwe le filwe didirisiwa tse di tlhagolang le setlankana. BOKHUTLO environment 5 Tshireletso o kgala thulaganyo ya poso Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kgadile a sa kgwe mathe ka fa poso ya Maokane e amogedisang bagodi mo malatsing a a rileng ka teng. Fa a tsibogela matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mme Tshireletso o tlhalositse gore puso ga e a dumalana le diposo gore ba thuse bagodi ka dikamogelo mo malatsing a a rileng. A re puso e duetse diposo gore di thuse bagodi ka dinako tsotlhe, e seng go ba beela malatsi a ba tshwanetseng go tla go amogela ka one. Mothusa tona a re se se dirwang ke poso ya Mookane ke go bogisa bagodi. Le fa go ntse jalo, o ne a solofetsa baagi ba koo fa a tlaa laela ba lephata la gagwe go bua le diposo mabapi le matshwenyego a. Mo go tse dingwe, Mme Tshireletso, yo gape e leng mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, o ne a kopa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go tlhodumela pampiri ya ikwadisetso ditlhopho e e beilweng kwa dikgaolong tsa bone go rurifatsa gore ga go a kwadisiwa batho ba dikgaolo di sele mo go ya bone. A re fa ba ka fitlhela maina a bangwe, e bile ba tlhomamisa gore ga ba nne mo kgaolong ya bone, ba begele ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho gore go tlhotlhomisiwe. O ne a tlhagisa gore ba ba tlaa tshwarwang ba leka go tsietsa ka go leka go tlhopha mo dikgaolong tse e seng tsa bone ba tlaa otlhaiwa, e bile ba tlaa bo ba ithontshitse tshwanelo ya go tlhopha. O ne a gatelela ka gore baagi ba tshwanetse go itseela ditshwetso e seng go tseelwa ditshwetso ke batho ba sele. Mopalamente o ne gape a rotloetsa ba ba sa ikwadisetsang ditlhopho go dirisa tlaleletso ikwadisetso ditlhopho e e tlaa simololang Motsheganong a rogwa go fitlhelela malatsi a le lesome le boferabobedi. BOKHUTLO politics 7 Ba le bantsi ba inosa moro ka Phane Seboko sa Phane, se se bonwang ka Mopitlo le Sedimontlhole, se tlodisa ba le bantsi melatswana. Mo potsolotsong bosheng, Mme Therezi Aron wa dingwga tse di masome a mane le bosupa o tlhalositse fa a na le dingwaga di ka feta lesome a ntse a bapala phane. Mme Aron wa kwa Sekokwe a re phane e mo tlodisitse melatswana e le mentsi e bile o santse a tlaa a tswelela a ithusa ka yone. A re ene ga a nke a ipona tsapa go e tshwara e bile ga a nke a tshwenngwa ke gore diatla tsa gagwe di tlaa tlhabiwa ke mmitlwa. O tlhalositse fa a tsentse bana ba gagwe dikole ka go rekisa phane, a kgonne go tsenya motlakase, a bo a reka ditonki tse pedi tse a lemang ka tsone. O ne a kopa ba ba nang le kgatlhego ya go bapala phane go seke ba ipona tsapa. A re ene ga a je phane mme bana ba gagwe ba a e ja ka jalo fa a e bapala o itse gore ga ba na go lala ka tlala e bile leene o tlaa oba letsogo. O ne a lebogela puso go dira molao wa diteseletso tsa go bapala phane, a tlatsa ka gore batho bangwe ba ne ba setse ba koba seboko sa phane ka go e bapala e sale nnye golo mo a reng go nyeletsa peo ya yone. Le fa go ntse jalo, Mme Aron a re mono ngwaga ga a e tshwara e le ntsi ka a simolotse nako e setse e ile. O ne a rotloetsa batshwari ba phane gore go botlhokwa gore ba sale molao wa go dira tetla ya go tshwara phane go itsa go gotlhagotlhana le molao. A re ene o e bapala ka phuthologo ka go bo a na le teseletso, a tlhalosa fa go sa thuse gore motho a nne a tshogile mo sekgweng ka a roba molao. Mme Dipolelo Tshwene ene o tlhalositse fa e le mongwe wa ba ba godisitsweng ka dipoelo tsa phane, mme mo nakong eno le ene a itshetsa ka go e bapala. Mme Ditshwene a re boleng jwa yone bo botlhokwa fela thata, ka fa a e bapetswe sentle o kgona go rekisa mme gape ba e je mo lwapeng. E re le ntswa seboko se, se se sentsi mo mafelong ka bontsi, a re ba ne ba ipopa setlhopha kwa Sekokwe go e latela kwa masimong a Moletemane kwa kgaolong ya Bobirwa. O tlhalositse gore le fa ba e latela kgakala le kwa ba nnang teng, dikgwetlho ga di nke di tlhokega, a tlhalosa fa letlhoko la pula e le lone sekgoreletsi. O ne a tlhalosa gore phane e na le tiro e ntsi, ka jalo fa pula e nna ntsi ba setse ba se bapetse se gana go oma mme se a bola ka se tlhoka le letsatsi le le ntsi. A re le ntswa bangwe ba kgona go ja phane e sena go apewa, go botlhokwa thata gore e omisiwe gore e jewe ka lebaka. Mme Gosaitse Ellias ene o tlhalositse gore e ne e le lantlha a ya go bapala phane. O tlhalositse fa lephata la diphologolo le ntsha diteseletso nako e setse e ile mme se se ba baya ka fa mosing. O tlhalositse fa phane e ba thusa thata ka e bile ele bogadi bogaufi ka e se botlhe ba ba e e jang ba ba kgonang go e bapala. A re le fa e tla gabedi mo ngwageng, e botlhokwa ka e sa kganele motho gore o ka bereka ditiro tse dingwe tsa gagwe. Rre Boyce Kesentseng wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro a re phane e mo namola thata, ka ene a bereka go isa ditlhopha tsa batho kwa ba a bong ba e latela teng ka koloi ya gagwe. Rre Kesentseng o tlhalosiste fa gole gantsi a duedisa ka yone phane mo boemong jwa madi gore le ene a tle a ithekisetse ka dipoelo tsa teng di nna botoka. A re mono ngwaga o ne a nna le lesego le le ntsi ka a ne a kgona go rekisa diphoisane tsa dilithara tse di masome mabedi kwa baruing ba dikgomo kwa Aferika Borwa. O tlhalositse fa barui ba dikgomo ba tlhalosa fa ba e rekela go e jesa dikgomo tsa bone ka jaana ba dumela gore se na le dikotla, a re ba tlhalosa fa ba se sila a bo di ja ele moroko ba kopantse le metswako e mengwe ya bone. economy_business_and_finance 3 Sekole sa bananyana se tlaa agwa kwa Sekhutlane Mothusa Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso, o boleletse banni ba Sekhutlhane fa motse wa bone o tlaa agelwa sekole sa bananyana ngwaga ono ke lefatshe la Japan ka P700 000. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano. A re khansele e ikaelela gore bana ba simolole thuto ka sa le bannye. O boletse fa konteraka e e tsileng go aga e tlaa hira banni ba motse. Rre Seametso o kopile batsadi go kgathala ka thuto ya bana ba bone gore le bone ba tswe kwa morago ba seka ba baya sengwe le sengwe mo pusong fela. A re kago e ya go nna le ditsompelo tsotlhe jaaka tse di kwa ditoropong. O boletse fa puso e boloditse ntwa kgatlhanong le lehuma. Rre Seametso a re bana bao ba tsoga ba ba boloka mme ba ba tlhole kwa dikoleng ba bo ba dirisane le barutabana ka bongwefela a pelo. “Le ba le masego a lona gore dineo tsa lona di okediwe’’ ga bua Rre Seametso yo o boletseng fa e le bone fela mo kgaolong go agelwa sekole se se ntseng jalo. Ba seka ba ngongoregela ruri mme ba lebogele lemmenyana le ba le bonang. Banni ba ne ba amogela mafoko ao ka meduduetso le magofi, ba bolela fa motse wa bone o tlaa tshwana le magae a mangwe. Ba boletse fa ba tla rotloetsa bana go tsena sekole ka natla e bile ba amogela maiteko a puso le mananeo a yone. Mme ba kopile go agelwa ofisi ya kgotla, koloi ya kokelwana le go oketsa matlo a bodiredi. Ba boletse fa dipeba le bo mmamanthwane di tshewenya mo matlong a bone. Ba boletse fa metsi a go aga matlo a bone a tlhaela mme go dire gore ba palelwe ke go ikagela. Ba boletse fa kokelwana ya bone e sena nako e shafadiwa, e le makgasa mmogo le ntlo ya mooki. Le fa go ntse jalo, Rre Seametso o boletse fa tse dingwe di tlaa dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) jaaka diofisi tsa kgotla. politics 7 Botshwakga bo jesa leswe E re le ntswa puso e ntshitse mananeo go thusa banana go inamola mo lehumeng le letlhoko la ditiro, go santse go na le bangwe ba ba itlhokomolositseng se mme ba inaakantse le go dira ditiro tse di sa eletsegeng mo setshabeng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare bosheng, mogolwane go tswa mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Rre Thulani Caiphas o boletse gore banana ke bone ba bantsi mo lefatsheng leno ka jalo ba amilwe thata ke letlhoko la ditiro, ke ka moo puso e boneng go tshwanela gore e ba thuse ka mananeo a a ka ba ntshang mo mebileng. Rre Caiphas a re mo kgaolong e a e okametseng, go supa fa borukutlhi jwa banana bo le kwa godimo fela thata, selo se a reng se a tshwenya. A re bangwe ba banana ba simolola boitshwaro jo bo makgasa fa pele ga batsadi ba bone kwa malwapeng ka kapari, go loga meriri le go rwala manyena mo go dirwang ke banana ba basimane le go ipitsa maina a a sa tlwaelesegang, a supa gore fa ba setse ba tswetse kwa ntle gone ba dira go tlala ka diatla. Rre Caiphas o rotloeditse batsadi go gagamaletsa bana ba bone molao ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. O gakolotse banana go ikgapha mo lenaneong la Ipelegeng ka le sa ba lebagane, a tlhalosa gore ke la morafe wa motse o o sa lebaganwang ke mananeo a banana le a mangwe. O boletse fa puso e atolotse letsogo ka go fa banana sebaka sa go inaakanya le tsa bodiragatsi jaaka meopelo le poko ba bo ba atswiwa. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi ya Machaneng, Rre Shadrack Sarona le ene o supile fa boitshwaro ja banana bo dule mo taolong gotlhelele, a supa fa e rile bosheng ba letsa moretlwa e se ka maikaelelo. Kgosi Sarona a re se se swabisang ke gore bana ba ba neng ba otlhaiwa ke ba dikole tse di potlana ka jalo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. A re bana bao, ba ne ba dira ditiro tse di bosisi mo baneng ba bangwe e bile ba ipitsa balatedi ba ga saatane. O supile gore se se makatsang ke gore bana bao ba ne ba sena tlhong go bua ditiro tsa bone fa pele ga batsadi. Kgosi a re o lebogetse batsadi ba bana bao go tshwaragana le bogogi jwa motse go laola seemo se ise se bife. crime_law_and_justice 1